13 – Bosodoma

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Bosodoma.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

1 Corinthians 6:9-11

Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.

Romans 1:26-28

Ke gone ka moo, Modimo o ba leseleditseng ba ineela mo dithatong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetola o e seng wa tlholego. Fela jalo banna le bone ba khutlela mosadi go tlhola ba dira ka ene jaaka mokgwa wa tlholego, mme ba gakalelane mo dikgatlhegong tsa bone, banna ba dira le banna ba bangwe mo go tlhabisang ditlhong, ba iponela mo go bone tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone. Fela jaaka ba ganne ba re, a Modimo o se nne mo kitsong ya bone, Modimo o ba lesitse ba ineela pelo e e manyelo fela, ba dira dilo tse di sa tshwanelang:

Leviticus 18:22-23

O se ka wa lala le banna, go ba etsa basadi; ke makgapha. O se ka wa lala le setshedi sepe go iitshekolola ka sone, le gone a go se nne mosadi ope yo o tlaa emang fa pele ga setshedi gore a lale naso; ke maferetsoko.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 21

Genesis 1:27

Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.

Genesis 2:24

Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.

Genesis 18:20-32

Jehofa a re: “E re ka selelo ka ga Sotoma le Gomora se le segolo, le ka boleo jwa bone bo utlwisa botlhoko thata, ke tlaa fologa jaana, ke ya go bona boo ba dirile gotlhe fela ka fa selelong se se fitlhileng kwa go nna; fa go sa nna jalo, ke tlaa itse.” Banna ba, ba sokologa gone, ba tsamaela kwa Sotoma, mme Aberahame a nama a sa eme fa pele ga Jehofa. Aberahame a atamela a re: “A o tlaa nyeletsa basiami le baikepi? E tlaa re fa gongwe go ka nna le basiami ba le 50 mo motseng, a o tlaa nyeletsa o sa rekegele motse oo ka ntlha ya basiami ba ba 50 ba ba gone? A go nne kgakala nao go dira mo go ntseng jalo, go bolaya basiami le baikepi, ka e tlaa bo e le go re basiami ba ntse jaaka baikepi. Golo mo, a go nne kgakala nao; a Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a ketla a dira tshiamo?” Jehofa a re: “E tlaa re fa ke fitlhela basiami ba le 50 mo Sotoma, mo teng ga motse, foo ke tlaa rekegela gotlhe ka ntlha ya bone.” Aberahame a fetola a re: “Bona jaana, nna yo ke leng lorole le molora, ke ipeile go bua le Jehofa. E tlaa re gongwe go tlhokafale ba le batlhano mo basiaming ba ba 50, a o tlaa senya motse otlhe ka go tlhoka ba le batlhano?” Mme a re: “Ga nketla ke o senya fa ke fitlhela ba le 45 gone.” A fela a bua nae gape, a re: “E tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 40 gone.” Mme a re: “Ga nke ke go dira ka ntlha ya ba ba 40.” A re: “A Morena wa me a se ka a nna bogale, ke tlaa bua. E tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 30 gone.” A re: “Ga nketla ke go dira fa ke fitlhela ba le 30 gone.” A re: “Bona, jaana, ke ipeile go bua le Morena; e tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 20 gone.” Mme a re: “Ga nketla ke o senya ka ntlha ya ba ba 20.” A re: “A Morena wa me a se ka a nna bogale, ke tlaa fela ke bua gangwe fela gape; e tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le some gone.” A re: “Ga nketla ke o senya ka ntlha ya ba ba some.”

Genesis 19:1-11

Baengele ba babedi ba fitlha kwa Sotoma go le maitseboa, Lote a bo a dutse fa kgorong ya Sotoma. Ya re Lote a ba bona, a nanoga a ya go ba kgatlhantsha, a ikobela ka sefatlhogo fa fatshe. A re: “Bonang jaana, barena ba me, ke a lo rapela, a lo ke lo fapogele mo ntlong ya motlhanka wa lona, lo lale, lo itlhapise dinao tsa lona, lo tlaa phakela lo tsamaya.” Ba re: “Nnyaa re tlaa lala mo mmileng.” A ba rapela thata, ke fa ba fapogela mo go ene, ba tsena mo ntlong ya gagwe; a ba direla modiro, a besa senkgwe se se sa bedisiwang, ba a ja. E rile ba ise ba robale, banna ba motse, e bong banna ba Sotoma, ba dika ntlo, bannye le bagolo, batho botlhe ba tswa ntlheng tsotlhe fela. Ba goa Lote, ba mo raya ba re: “Banna ba ba tsenyeng mo go wena sigong jono ba fa kae? Ba ntshetse kwano go rona, gore re tlhakanele dikobo nabo.” Lote a tswela kwa go bone kwa mojakong, a tswala ntlo morago ga gagwe. A re: “Ke a lo rapela bana ba ga rra, lo se ka lwa dira bosula jo bo kalo. Bonang jaana ke na le bana ba basetsana ba le babedi ba ba iseng ba itse monna; ke a lo rapela, lo mme ke ba ntshetse kwa go lona, mme lo dire ka bone se se rategang mo matlhong a lona; mme banna ba, lo se ka lwa ba dira sepe, ka e le fa ba tsenye ka fa tlase ga moriti wa ditlhomeso tsa me.” Ba re: “Thiboga foo.” Ba ba ba re: “Seo se sa motho se ne se tsile go jaka fela, mme jaanong o rata go re laola; jaana re tlaa go direla maswe bogolo go bone.” Ba pitlelela monna yo thata, e bong Lote, ba atamela, ba tla go thuba setswalo. Banna ba, ba ntsha letsogo, ba gogela Lote kwa go bone mo ntlong, mme ba tswala ntlo. Banna ba ba ka fa mojakong wa ntlo ba ba foufatsa, bannye le bagolo; jalo ba itapisa fela ka gore ba senka mojako.

Genesis 19:12-17

Banna bao ba raya Lote ba re: “Fa o sa na le bangwe gape mono, bagwe ba gago le bomorwao, le bomorwadio, le mongwe fela yo o nang nao mo motseng, o ba ntshe felong fa; gonne re tlaa senya felo fa, ka gobo selelo ka ga bone se diregile sekgobo fa pele ga Jehofa; jalo Jehofa o re romile gore re senye Sotoma.” Lote a tswela kwa ntle, a ya go bua le bagwe ba gagwe ba ba neng ba tlaa tsaya bomorwadie a re: “Nanogang lo tswe felong fa, gonne Jehofa o tlaa senya motse o.” Mme mo go bagwe ba gagwe ya ne ekete ke motho yo o sotlang. E rile bosigo bo anoga, foo baengele ba akofisa Lote ba re: “Nanoga, o tseye mosadi wa gago le bomorwadio ba babedi, ba ba fano; o ka tla wa nyelediwa mo tshiamologong ya motse.” Mme a diega; banna bao ba mo tshwara ka seatla, le seatla sa mosadi wa gagwe, le seatla sa bomorwadie ba babedi, ka Jehofa a mo utlwela botlhoko. Ba mo ntshetsa kwa ntle, ba mmaya kwa ntle ga motse. Ga dirala ya re ba sena go ba ntshetsa koo kwa ntle, a mo raya a re: “Tshaba o iphedise; se gadime, le gone o se ka wa emaema mo lobaleng lotlhe fela. Tshabela kwa thabeng, o tle o se ka wa nyelediwa.”

Genesis 19:24

Foo Jehofa a nesetsa Sotoma le Gomora sulefura le molelo mo go tswang kwa go Jehofa mo legodimong.

Genesis 19:26

Mosadi wa gagwe a gadima a le fa morago ga gagwe, mme a tswa motlhoboloko wa letswai.

Leviticus 18:22-23

O se ka wa lala le banna, go ba etsa basadi; ke makgapha. O se ka wa lala le setshedi sepe go iitshekolola ka sone, le gone a go se nne mosadi ope yo o tlaa emang fa pele ga setshedi gore a lale naso; ke maferetsoko.

Leviticus 20:13

Fa monna a lala le monna, a mo etsa mosadi, ba dirile mo go makgapha boo babedi; a ba bolawe ruri, madi a bone a a nne mo go bone.

Deuteronomy 22:5

“Mosadi a a se apare senna, le monna a se apare sesadi; gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o moila mo go Jehofa Modimo wa gago.

Matthew 19:4-6

Mme a ba fetola a re: “A ga lo ise lo ke lo bale fa yo o ba dirileng mo tshimologong a ba dirile nona le tshadi, a ba a re: ‘Ke gone ka moo, motho o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela?’ Jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe fela. Ke gone se se kopantsweng ke Modimo, a se se kgaoganngwe ke motho.”

Mark 10:6-9

E sa le ka tshimologo ya tlholego, go twe: ‘O ba bopile nona le tshadi.’ ‘Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela; jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe fela.’ Ke gone, a motho a se kgaoganye tse Modimo o di kopantseng.”

Luke 15:10

Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”

Acts 3:19

Ke gone, ikwatlhayeng, lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe, gore go tlo go tle metlha ya thudiso jalo, e e tswang fa pele ga Morena;

Romans 1:24-32

Ke gone ka moo, Modimo o ba lesitseng ba ineela mo masweng, ka fa dithatong tsa pelo tsa bone, ba ba ba tla ba tlotlololana mebele ya bone ka boatla. Ka ba anantse boammaaruri jwa Modimo ka maaka, ba obamela se se bopilweng, ba se direla bogolo go Mmopi yo o bakwang ka bosaengkae. Amen. Ke gone ka moo, Modimo o ba leseleditseng ba ineela mo dithatong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetola o e seng wa tlholego. Fela jalo banna le bone ba khutlela mosadi go tlhola ba dira ka ene jaaka mokgwa wa tlholego, mme ba gakalelane mo dikgatlhegong tsa bone, banna ba dira le banna ba bangwe mo go tlhabisang ditlhong, ba iponela mo go bone tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone. Fela jaaka ba ganne ba re, a Modimo o se nne mo kitsong ya bone, Modimo o ba lesitse ba ineela pelo e e manyelo fela, ba dira dilo tse di sa tshwanelang: Ba tlala tshiamololo yotlhe, le boikepo, le boiphetlho, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshetlha, le polao, le kgang, le tsietso, le pateletso. Ke balomatsebe, le basebi, le baila Modimo, le baikgantshi, le batlhoka mafoko, le babelafadi, le basimolodi ba dilo tse di bosula, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone. E le ba ba se nang tlhaloganyo, le batlodi ba dikgolagano, e le ba ba se nang lorato lo e leng lwa batho, e le ba ba se nang boutlwelobotlhoko. Ba, le fa ba itse molao wa Modimo o o reng, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanetse go swa, ba bo ba ntse ba di dira fela, le gone ba dumalane le ba ba di dirang.

1 Corinthians 6:9-11

Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.

1 Timothy 1:9-10

a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho, le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng;

2 Peter 2:4-10

Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele jale mo lobakeng lo ba leofileng ka lone, mme wa ba latlhela mo moleteng, wa ba tswalela mo meleteng e e lefifi, go tla ba letisiwa motlha wa tshekiso; mme wa se ka wa rekegela lefatshe la bogologolo, jale ka o tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi, mme wa boloka Noa, a le moreri wa tshiamo, a na le ba bangwe ba supa. Gape e rile o fetola metse ya Sotoma le Gomora molora, wa e sekisa ka thibegetso ya tshenyego, wa ba dira sekao sa ba ba tlaa tshelang mo boikepong; mme wa golola mosiami Lote, a le mo pitlaganong e e botlhoko ka go tshela ga baikepi bao mo bopepeng. Gonne mosiami yo, ka a ne a agile mo go bone, mowa wa gagwe o o siameng wa nna wa tshwenyega ka go bona le go utlwa, ka malatsi otlhe, ditiro tsa bone tsa boiphefero mo molaong. Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mopetsong, go tle go tsamaye letsatsi la tshekiso le be le ba fitlhele. Mme bogolo bone ba ba tsamayang ka fa nameng mo thatong e e leswefatsang, mme ba nyatse taolo. E le ba ba pelokgale, le ba ba bogoma, ba sa boife go kgala ba ba tlotlegang;

2 Peter 3:9

Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.

Jude 1:6-8

Le baengele ba ba se kang ba tshegetsa boemo jwa bone, mme ba tlogela jo e leng bonno jwa bone, o ba letisitse letsatsi le legolo la tsheko, ba le mo dikgolegong tse di sa hunololweng ka bosakhutleng, ba le kwa tlase ga lefifi. Fela jaaka metse ya Sotoma le Gomora, le metse e e neng e le mo tikologong ya yone, ka e ile ya etsa bone bao, ya ineela mo kgokafalong, ya latela mokgwa wa nama e sele, e beilwe sekao ka go bediwa ka molelo o o sa khutleng. Le fa go ntse jalo, le bone ba, ba ntse jalo mo go loreng ga bone, ba leswefatsa nama, ba nyatsa puso, ba kgala batlotlegi.

Revelation 21:8

Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net