10 – Kolobetso
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Kolobetso.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Kolobetso.
Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa.
”Petere a ba raya a re: “Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.
”Batho botlhe ba mo utlwa, le bakgethisi, ba atlholela Modimo tshiamo, ka ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane. Mme Bafarisai le ba molao ba tsupuetsa boikaelelo jwa Modimo ka ga bone, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene.
”Lefatshe la bo le tobekanye fela, go sa itsege sepe; mme lefifi la bo le ntse fa godimo ga boteng. Mowa wa Modimo wa elama fa godimo ga metsi.
”Ke gone rupisang dipelo tsa lona, mme lo se tlhole lo nna thamo di thata.
”Ntlhapisetsa ruri mo boikepong jwa me, o nntlafatse mo boleong jwa me.
”Ntshekisa ka mosiama, mme ke tlaa itsheka; ntlhapisa, mme ke tlaa nna mosweu bogolo go kapoko.
”Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula.
”Jerusalema, tlhapisa pelo ya gago boikepo, gore o tle o bolokwe. Ana megopolo ya gago e e bosula e tla tlhola nao ka lobaka lo lo kaye?
”Foo ke tlaa lo kgatsha ka metsi a a itshekileng, mme lo tlaa itsheka; ke tlaa lo tlhapisa leswe lotlhe la lona, le medimo yotlhe ya lona ya disetwa. Le gone ke tlaa lo naya pelo e ntšha, ke tlaa tsenya mowa o moša mo teng ga lona; ke tlaa tlosa pelo ya sekalentswe mo nameng ya lona, mme ke tlaa lo naya pelo ya senama. Ke tlaa tsenya mowa wa me mo teng ga lona, ke tlaa lo tsamaisa mo ditaong tsa me, lo tlaa tshegetsa dikatlholo tsa me, lo di dira.
”Foo ga tswela kwa go ene Jerusalema, le lefatshe lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya Joretane; mme ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone. Mme e rile a bona Bafarisai ba le bantsi le Basadukai ba tla kolobetsong ya gagwe, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang? Ke gona ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao.
”Le jaana fela selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo, se a rengwa, se latlhelwa mo molelong. Nna le gale ke lo kolobeletsa boikwatlhao ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go di mo tsholela, ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo; yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”
”Foo Jesu a tswa kwa Galilea, a tla kwa Joretane kwa go Johane, a tla go kolobediwa ke ene. Mme Johane a rata go mo itsa, a re: “Ke tshwanetse ka bo ke kolobediwa ke wena, mme a o tla mo go nna?” Mme Jesu a mo fetola a re: “Mma go nne jalo gompieno; gonne go re tshwanetse go dirafatsa tshiamo yotlhe jalo.” Foo a mo leseletsa. Jesu o rile a sena go kolobediwa, a tlhamalala a tlhatloga a tswa fa metsing; mme bonang, magodimo a mo atlhamologela, mme a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi o fologela mo go ene; mme bonang, lentswe la tswa mo magodimong la re: “Yo ke morwaake yo o rategang, yo ke itumelang thata mo go ene.”
”Jesu a ba fetola a re: “Le nna ke tlaa lo botsa lefoko lengwe, le e tlaa reng fa lo ka le mpolelela, le nna ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone. Ana kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kae? A e ne e tswa legodimong kgotsa mo bathong?” Mme ba tseisanya kgang, ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E tswa legodimong,’ a re reye a re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’ Fa re re: ‘E tswa mo bathong,’ re bo re boifa batho; gonne botlhe ba kaya Johane fa e le moperofeti.” Mme ba fetola Jesu, ba re: “Ga re itse.” Le ene a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.
”Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Morwa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.”
”Johane a tla, ene yo o neng a kolobetsa kwa nageng, a ba a rera kolobetso ya boikwatlhao jwa go itshwarela dibe. Mme ga tshologela kwa go ene ba lefatshe lotlhe la Jutea, le botlhe ba Jerusalema; ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone. Mme Johane, diaparo tsa gagwe e ne e le tsa boboa jwa kamela, a bile a itlamile ka moitlamo wa letlalo mo lothekeng lwa gagwe, mme a ja tsie le dinotshe tsa naga. Mme a rera a re: “Morago ga me go tla mongwe yo o nonofileng bogolo go nna, yo kgole ya setlhako sa gagwe ke sa tshwanelang go inama ke e hunolola. Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.”
”Mme ya re mo metlheng eo, Jesu a tswa Nasaretha wa Galilea, mme a kolobediwa ke Johane mo Joretane. Mme ya re fela a tlhatloga mo metsing, a bona magodimo a fatogile, le Mowa o ntse jaaka lephoi o fologela mo go ene. Mme lentswe la tswa mo magodimong la re: “O morwaake yo o rategang, ke itumela thata mo go wena.”
”Jesu a ba raya a re: “Ke tlaa lo botsa potso nngwe, lo mphetole, mme ke tlaa lo bolelela taolo e ke dirang dilo tse ka yone. Kana kolobetso ya ga Johane, a e ne e tswa legodimong kgotsa mo bathong? Mphetolang.” Ba tseisanya kgang ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E tswa legodimong,’ ene a re reye a re: ‘Mme lo ne lo sa mo dumeleleng?’ Fa re ka re: ‘E tswa mo bathong’ ” – ba ne ba boifa batho; gonne ruri batho botlhe ba kaya Johane fa e ne e le moperofeti. Mme ba fetola Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.”
”A ba raya a re: “Yang mo lefatsheng lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Mafoko a a Molemo. Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa. Ditshupo tse, di tlaa dirana le ba ba dumelang: ba tlaa kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la me; ba tlaa bua dipuo tse dintšha;
”Mme a tla mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya boikwatlhao jo bo bonang boitshwarelo jwa dibe;
”Foo a raya batho ba bantsintsi ba ba ileng go kolobediwa ke ene a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang? Ke gone ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao; mme lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re na le Aberahame rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a. Le jaana selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong.”
”Ga tla bakgethisi le bone go kolobediwa, ba mo raya ba re: “Moruti, rona re tlaa dirang?”
”Johane a fetola, a ba raya botlhe a re: “Nna le gale, ke lo kolobetsa ka metsi; mme go tla yo o thata bogolo go nna, yo kgole ya ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go e hunolola; ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo, le ka molelo; yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla; mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe, a ba a phuthela mabele mo ntlong ya polokelo; o tlaa tshuba mmoko ka molelo o o sa timeng.”
”Jaana e rile batho botlhe ba sena go kolobediwa, ya re Jesu le ene a kolobediwa, a rapela, legodimo la atlhamologa. Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene o na le popego e kete ya lephoi, mme ga tswa lentswe mo legodimong, le le reng: “O morwaake yo o rategang; ke itumetse thata mo go wena.”
”Batho botlhe ba mo utlwa, le bakgethisi, ba atlholela Modimo tshiamo, ka ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane. Mme Bafarisai le ba molao ba tsupuetsa boikaelelo jwa Modimo ka ga bone, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene.
”Johane a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong; wa nna mo go ene. Mme ka bo ke sa mo itse; ke ene yo o nthomileng gore ke tle go kolobetsa ka metsi, ke ene yo o ntheileng a re: ‘Yo o bonang Mowa o fologela mo go ene, o nna go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo.’ Ke bonye, ka ba ka supa fa yo e le Morwa Modimo.”
”Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” Nikotemo a mo raya a re: “Motho o ka tsalwa jang a tsofetse? A o ka ba a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme a tsalwa?” Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. O se gakgamale ka gobo ke go reile ka re, lo na le go tsalwa seša.
”E rile morago ga dilo tse, Jesu a tla mo lefatsheng la Jutea, a na le barutwa ba gagwe; mme a diega nabo gone a kolobetsa. Johane le ene a bo a kolobetsa mo Ainone, gaufi le Salime, gonne metsi a ne a le magolo teng; mme ba tla ba kolobediwa,
”Ke gone ka moo potso e ne ya tsoga, barutwa ba ga Johane ba botsanya le Mojuta mongwe ka ga bontlafatso. Mme ba ya kwa go Johane, ba mo raya ba re: “Rabi, yo o ne o na nae kwa moseja ga Joretane, yo o supileng ka ga gagwe, bona o a kolobetsa, mme batho botlhe ba ya kwa go ene.” Johane a ba fetola a re: “Motho ga a ka ke a amogela sepe, fa a se ka a se newa se tswa kwa legodimong.
”Ke gone e rileng Morena a itse jaaka Bafarisai ba utlwile fa Jesu a dira a ba a kolobetsa barutwa ba le bantsi bogolo go Johane – le mororo Jesu ka esi a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe – a tloga mo Jutea, a boela kwa Galilea.
”“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.
”e rile ba phuthegile nae a ba laya a re, ba se ka ba tloga mo Jerusalema, mme ba lebelele polelo ya tsholofetso ya Rara, e o reng lo e utlwile mo go nna: Gonne le gale Johane o ne a kolobetsa ka metsi; mme e tlaa re malatsi a ise a nne mantsi, lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo.
”E rile letsatsi la Pentekoste le setse le fitlhile, ba bo ba le mmogo botlhe fela mo felong go le gongwe fela. Ka tshoganetso ga tswa mosumo kwa legodimong, e kete wa sefefo se segolo se se tsubutlang, wa tlala ka ntlo e ba dutseng mo go yone. Ga bonala mo go bone diteme tse di patologanang, e kete tsa molelo; mme wa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. Mme botlhe ba tladiwa Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka dipuo di sele, ka fa Mowa o ba neelang molomo ka teng.
”Petere a ba raya a re: “Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.
”Foo ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, ba okediwa ka tsatsi leo, e ka ne e le ka batho ba le 3 000. Ba nnela ruri mo thutong le mo bongwefeleng le baaposetole, le mo go ngathoganyeng senkgwe, le mo merapelong. Mme poifo ya wela mewa yotlhe; dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi tsa dirwa ke baaposetole.
”Mme e rile ba dumela Filipo, jaaka a ba rerela Mafoko a a Molemo, ka ga bogosi jwa Modimo, le ka ga leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi. Simone le ene a dumela, mme e rile a sena go kolobediwa, a nna kwa go Filipo. O rile ka a bona ditshupo le dikgakgamatso di dirwa, a tseana thata.
”Jaana e rile baaposetole ba ba kwa Jerusalema ba utlwa fa ba Samaria ba amogetse lefoko la Modimo, ba roma Petere le Johane kwa go bone; ba e rileng ba fitlha ba ba rapelela gore ba amogele Mowa o o Boitshepo; gonne o ne o ise o wele mo go ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe mo ineng la Morena Jesu fela. Foo ba ba baya diatla, mme ba amogela Mowa o o Boitshepo.
”Ya re ba sa tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe; mme moopafadiwa a re: “Bona, metsi ke a; ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?” (Filipo a re: “Fa o dumela ka pelo yotlhe ya gago go ka nna jalo.” A mo fetola a re: “Ke a dumela fa Jesu Keresete e le Morwa Modimo.”) Mme a laola gore kara e eme, mme ba fologela mo metsing boo babedi, ene Filipo le moopafadiwa; mme a mo kolobetsa. Ya re ba tlhatloga mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo; mme moopafadiwa a se ka a tlhola a mmona, gonne a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse. Mme Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, ya re a ntse a ralala, a eta a rera Mafoko a a Molemo mo metseng yotlhe, a tsamaya a ya go fitlha kwa Kaesarea.
”Ka bonako ga wa dilo e kete makape mo matlhong a gagwe, mme a foufologa; a nanoga a kolobediwa;
”Foo Petere a bua a re: “A mongwe o ka itsa metsi, gore batho ba ba se kolobediwe, ba ba amogetseng Mowa o o Boitshepo jaaka rona?” Mme a laola gore ba kolobediwe mo ineng la ga Jesu Keresete. Ba mo rapela gore a tlhole malatsi mangwe teng.
”Mme ka gakologelwa lefoko la Morena, jaaka a rile: ‘Le gale Johane o kolobeditse ka metsi; mme lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo.’ Ke gone e re fa Modimo o ba neile neo e e etsang e o e re neileng le rona, jale ka re dumela mo go Morena Jesu Keresete, ka bo ke le mang, fa nka ganela le Modimo?” Ya re ba utlwa dilo tse, ba didimala fela, mme ba baka Modimo, ba re: “Jalo Baditšhaba le bone Modimo o ba neile boikwatlhao jwa go bona botshelo.”
”Modimo o lereditse Iseraele Mmoloki; e bong Jesu, a le losika lwa monna yo, ka fa lefokong la tsholofetso; jale jaaka Johane a sena go rera kolobetso ya boikwatlhao mo bathong botlhe ba Iseraele, a ise a tle.
”Mosadi mongwe, yo go tweng Lidia, morekisi wa dikhai tse di bohibidu jo bo mokgona, wa motse wa Thiatira, e le yo o obamelang Modimo, ene a re utlwa, mme Morena a bula pelo ya gagwe, gore a tlhokomele dilo tse di buiwang ke Paulo. E rile a sena go kolobediwa, le ba ntlo ya gagwe, a re rapela a re: “Fa lo nkaile ke le boikanngo mo Moreneng, lo tle mo ntlong ya me, mme lo nne teng.” Mme a re patelela.
”Ba re: “Dumela mo go Morena Jesu, mme o tlaa bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.” Ba bua lefoko la Morena nae le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe. A ba tsaya ka lobaka loo lwa bosigo, a tlhatswa dintho tsa bone; mme a akofa a kolobediwa, ene le ba gagwe botlhe fela.
”Mme Kerisepo, molaodi wa ntlo ya thuto, a dumela mo Moreneng, le botlhe ba ntlo ya gagwe; le Bakorinthe ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba dumela, mme ba kolobediwa.
”A ba raya a re: “A e rile lo dumela a lo ne lwa amogela Mowa o o Boitshepo?” Ba mo raya ba re: “Nnyaa, le fa e le go utlwa, ga re a ka ra ba ra utlwa fa Mowa o o Botshepo o neilwe bangwe.” A re: “Ana lo kolobeleditswe eng?” Ba re: “Kolobetso ya ga Johane.” Paulo a re: “Johane o kolobeditse ka kolobetso ya boikwatlhao, a raya batho a re ba dumele mo go ene yo o tlaa tlang morago ga gagwe, e bong mo go Jesu.” E rile ba sena go utlwa jalo, ba kolobediwa mo ineng la Morena Jesu. Ya re Paulo a sena go ba baya diatla, Mowa o o Botshepo wa tla mo go bone; mme ba bua ka dipuo di sele, ba ba ba perofesa.
”Jaana o diegelang? Nanoga, o kolobediwe, o itlhapise dibe, ka go bitsa leina la gagwe.’
”Kgotsa a ga lo itse fa rona ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe? Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo. Gonne fa re patagantswe nae ka tshwano ya loso lwa gagwe, re tlaa nna jalo le ka tshwano ya go tsoga ga gagwe; ka re itse mo, gore botho jwa rona jwa bogologolo bo bapotswe nae, gore mmele wa boleo o nyelediwe, le gore re se ka ra tlhola re le mo kgolegong ya boleo; gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo. Fa re kile ra swa le Keresete, re a dumela fa le gone re tlaa tshela nae;
”Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu.
”Mme fa Keresete a le mo go lona, mmele o sule ka ntlha ya boleo; mme mowa o tshedile ka ntlha ya tshiamo.
”Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.
”Rotlhe re kolobeleditswe mmele o le mongwe fela mo Moweng o le mongwe fela, le fa re le Bajuta kgotsa Bagerika, le fa re le bagolegwi kgotsa bagololesegi; rotlhe ra nosiwa Mowa o le mongwe fela.
”Ke gone, fa motho a le mo go Keresete, o a ba a le sebopiwa se seša; dilo tsa bogologolo di fetile; bonang, di ntse dintšha.
”Gonne lo bana ba Modimo lotlhe, mo go Keresete Jesu, ka tumelo. Gonne lotlhe ba lo kolobeditsweng mo go Keresete, lo apere Keresete.
”Le lona o lo rudisitse, jale ka lo ne lo sule ka ditlolo tsa lona le dibe,
”le fa re ne re sule ka ditlolo tsa rona; wa re rudisa mmogo le Keresete – lo bolokilwe ka tshegofatso – wa re tsosa nae, wa re dudisa nae mo mannong a selegodimo, mo go Keresete Jesu;
”Go mmele o le mongwe fela, le Mowa o le mongwe fela, fela jaaka le lona lo bileditswe tsholofelo, e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona; go Morena a le mongwe fela, tumelo e le nngwe fela, kolobetso e le nngwe fela.
”gore a e itshepise a sena go e tlhapisa ka tlhapiso ya metsi ka lefoko. Gore a tle a ineye phuthego, e le e e galalelang, e e se nang selabe le fa e le khuano, le fa e le sepe se se ka nang jalo; fa e se gore e nne boitshepo le botlhoka bogole.
”Yo lo bileng lo rupisitswe mo go ene ka thupiso e e sa dirwang ka diatla, e bong mo go apoleng mmele wa senama, mo thupisong ya ga Keresete; ka lo kile lwa fitlhwa nae mo kolobetsong, mo le gone lo tsositsweng nae mo go yone ka tumelo mo go direng ga Modimo, o o mo tsositseng mo baswing.
”Ke gone a re khutleng go tlhola re bua ka ga ditshimologo tsa ntlhantlha tsa ga Keresete, mme a re gagamaleleng kwa boitekanelong; re se ka ra ba ra thaya motheo wa go ikwatlhaela ditiro tse di suleng, le wa tumelo Modimong, le wa thuto ya dikolobetso, le wa peo ya diatla, le wa go tsoga ga baswi, le wa tshekiso e e sa khutleng. Mo re tlaa go dira, fa Modimo o ka re leseletsa.
”Ke gone, bagaetsho, e re ka re na le tshosologo ya go tsena mo Felong ga Boitshepo ka madi a ga Jesu, ka tsela e o e re diretseng, tsela e ntšha le e e tshedileng, e e tsenang ka sesiro, ke go re, nama ya gagwe, e re ka re na le moperesiti yo mogolo, yo o laolang ntlo ya Modimo, a re atameleng ka pelo ya mmaanete mo botlalong jwa tumelo, pelo tsa rona di kgatshitswe, di tlositswe segakolodi se se bosula, le mebele ya rona e tlhapisitswe ka metsi a mantle.
”E re ka lo itshekisitse mewa ka go ineela ga lona mo boammaaruring, lwa tsamaya lwa fitlha mo go rateng bakaulengwe, mo go se nang boitimokanyo, ka re, lo ratane mo pelong ka tlhoafalo; ka lo bile lo tsetswe gape, e seng ka peo e e bolang, mme e le ka e e sa boleng, ka lefoko la Modimo le le tshedileng le le nnetseng ruri.
”A le one a bolokang lona gompieno, ka fa setshwanong sa ammaaruri, e bong kolobetso, e seng go tlosiwa ga leswe la nama, fa e se potsiso ya segakolodi se se siameng, se botsa ka ga Modimo, ka go tsoga ga Jesu Keresete;
”“Go sego ba ba tlhatswang dikobo tsa bone, gore ba nne le tshiamelo ya go tla mo setlhareng sa botshelo, le go tsena ka dikgoro mo motseng.
”