09 – Boikwatlhao

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Boikwatlhao.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Luke 13:5

Ke a lo raya, nnyaa; fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tlaa nyelela fela jalo.”

Mark 9:43-44

Fa seatla sa gago se go kgopa, o se kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole, bogolo go go tsena o le diatla tsoo pedi mo moleteng, mo molelong o o sa ka keng wa tingwa; (kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.)

2 Peter 3:9

Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 517

Genesis 2:16-17

Jehofa Modimo a laola monna a re: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.”

Genesis 17:1

E rile Aberame a le dinyaga di le 99, Jehofa a bonala kwa go Aberame a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe; sepela fa pele ga me, o se na selabe sa molato.

Exodus 20:20

Moše a raya batho a re: “Se boifeng; gonne Modimo o tsile go lo leka le gore poifiso ya one e nne fa pele ga lona, gore lo se leofe.”

Exodus 32:26

foo Moše a ema mo kgorong ya botlhaolelo a re: “Le fa e le mang yo o ntlheng ya ga Jehofa a a tle kwano go nna.” Mme bomorwa Lefi botlhe ba itlhophela kwa go ene.

Leviticus 1:4

A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya tshupelo e e fisiwang, mme e tlaa amogelwa mo boemong jwa gagwe go tla e mo direla tetlanyo.

Leviticus 5:5

“E tlaa re fa a le molato mo go sengwe sa dilo tse, a ipolele se o leofileng mo go sone.

Leviticus 6:7

Moperesiti o tlaa mo direla tetlanyo fa pele ga Jehofa, mme o tlaa itshwarelwa, ka ga sengwe le sengwe se o ka se dirang, mme a nna molato ka ga sone.”

Leviticus 16:16

A a direle felo ga boitshepo tetlanyo ka ntlha ya maitshekologo a bana ba Iseraele, le ka ntlha ya ditlolo tsa bone, e bong dibe tsotlhe tsa bone; le mogope wa bophuthegelo o tlaa o direla fela jalo, e bong o o agileng nabo mo gare ga maitshekologo a bone.

Leviticus 16:30

gonne ka letsatsi leo lo tlaa direlwa tetlanyo, go lo itshekisa; lo tlaa bo lo itshekile mo maleong otlhe a lona fa pele ga Jehofa.

Leviticus 17:11

Gonne botshelo jwa nama ke madi; ke a lo neile mo sebesong go direla mewa ya lona tetlanyo, gonne madi ke one a a dirang tetlanyo ka ntlha ya botshelo.

Leviticus 20:7

Ke gone, lo iitshepiseng lo nne boitshepo; gonne ke nna Jehofa Modimo wa lona.

Leviticus 23:28-29

Lo se ka lwa dira tiro epe ka letsatsi leo, gonne ke letsatsi la tetlanyo, la go lo direla tetlanyo fa pele ga Jehofa Modimo wa lona. Gonne le fa e ka nna motho ofe yo o sa ipatikeng mowa ka letsatsi leo, o tlaa kgaolwa mo bathong ba ga gabo,

Leviticus 26:40

“Ba tlaa ipolela boikepo jwa bone, le boikepo jwa borraabo, mo tlolong ya bone e ba ntloletseng ka yone, le gore e re ka ba sepetse ka go ganela le nna,

Numbers 5:6

“Bua le bana ba Iseraele, o re: Fa monna, kgotsa mosadi, a dira boleo bongwe jo batho ba tleng ba bo dire, go dira tlolo nngwe fa pele ga Jehofa, mme motho yoo a nna molato;

Numbers 21:7

Batho ba ya kwa go Moše ba re: “Re leofile, ka re buile ka go kgobotla Jehofa le wena; rapela Jehofa gore a tlose dinoga mo go rona.” Moše, a rapelela batho.

Deuteronomy 4:29-31

E tlaa re lo le gone fa lo ka batla Jehofa Modimo wa gago, o tlaa mmona, fa o mo senka ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa otlhe wa gago. E tlaa re o le mo pitlaganong mme dilo tse tsotlhe di go wetse, fa e tlaa re mo metlheng ya bofelo o boela mo go Jehofa Modimo wa gago, o reetsa lentswe la gagwe, ka Jehofa Modimo wa gago e le Modimo o o boutlwelobotlhoko; ga a ketla a go tlogela, le gone ga a ketla a go senya, le fa e le go lebala kgolagano ya borraago e o ne a e ba ikanela.

Deuteronomy 5:32

“Ke gone lo tlhokomeleng go dira jaaka Jehofa Modimo wa lona a lo laotse; lo se ka lwa fapogela ntlheng ya le legolo, kgotsa ntlheng ya la molema.

Deuteronomy 6:5-9

O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela. Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa. O a bofelele mo seatleng sa gago go nna sesupo, mme a nne sebeo sa fa gare ga matlho a gago. O a kwale mo mephakwaneng ya mojako wa ntlo ya gago, le mo dikgorong tsa gago.

Deuteronomy 6:13

O boife Jehofa Modimo wa gago; ke ene yo o tlaa mo direlang, o ba o ikana ka leina la gagwe.

Deuteronomy 7:4-6

Gonne o tlaa faposa morwao mo go ntshaleng morago, gore ba direle medimo e sele, jalo bogale jwa ga Jehofa bo lo tukele, mme a go senye ka bonako. Lo ba direle jaana: Lo rutle dibeso tsa bone, lo thubaganye maje a bone a a emeng metloutlo, lo reme medimako ya bone, le ditshwantsho tsa bone tse di setilweng lo di fise ka molelo. Gonne o tšhaba e e itshepetseng Jehofa Modimo wa gago; Jehofa Modimo wa gago o go itshenketse gore o nne tšhaba ya gagwe e e tlhaolegileng, go feta ditšhaba tsotlhe tse di mo lefatsheng.

Deuteronomy 18:13

Wena o nne boitekanelo o na le Jehofa, Modimo wa gago.

Deuteronomy 30:6

Jehofa Modimo wa gago o tlaa go rupisa pelo, le pelo ya losika lwa gago, go tla a lo ratisa Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago gore o tle o tshele.

Judges 10:15

Bana ba Iseraele ba raya Jehofa ba re: “Re leofile; re direle ka fa o bonang go le molemo ka gone; fela, re a go rapela, re golole kajeno.”

2 Samuel 22:24

Gape ke ne ke le boitekanelo fa pele ga gagwe, ka ithiba mo boikepong jwa me.

2 Samuel 24:10

Pelo ya ga Dafite ya nongosela a sena go bala batho. Dafite a raya Jehofa a re: “Ke leofile thata ka se ke se dirileng; jaana, Jehofa, ke a go rapela, o tlose boikepo jwa motlhanka wa gago; gonne ke dirile ka boeleele jo bogolo.”

1 Kings 8:23

A re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele, ga go na Modimo ope o o tshwanang nao, kwa legodimong kwa godimo, le fa e le mo lefatsheng kwano tlase; yo o tshegeletsang batlhanka ba gago kgolagano le boutlwelobotlhoko, e bong ba ba sepelang fa pele ga gago ka pelo yotlhe ya bone;

1 Kings 8:38-39

le fa e ka bo e le morapelo le mokokotlelo ofe o o dirwang ke motho mongwe, kgotsa ke batho botlhe ba gago Baiseraele, ba mongwe le mongwe wa bone o tlaa itseng sebetso sa pelo ya gagwe tota, fa a otlolola mabogo a gagwe a lebile ntlo e; foo o tle o utlwe o le bonnong jwa gago kwa legodimong, o itshwarele, o dire, o direle motho mongwe le mongwe ka fa ditseleng tsotlhe tsa gagwe, yo pelo ya gagwe o e itseng; (gonne wena, e bong wena wesi, o itse dipelo tsa bana ba batho botlhe fela);

1 Chronicles 16:23

Lefatshe lotlhe opelela Jehofa! Bonatsa poloka ya gagwe ka go tlhomaganya malatsi.

1 Chronicles 28:9

“Wena Solomone morwaaka, o itse Modimo wa ga rraago, o o direle ka pelo e e itekanetseng, le ka mogopolo o o tletseng; gonne Jehofa o kheleisa dipelo tsotlhe, o tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa megopolo; fa o mmatla, o tlaa bonwa ke wena; fa o mo tlogela o tlaa go latlha ka bosakhutleng.

2 Chronicles 6:36-39

“Fa ba go leofela (gonne ga go na motho ope yo o sa leofeng) fa o nna bogale nabo, o ba neela baba ba bone, mme ba ba isa ba golegilwe kwa lefatsheng le le kgakala, kgotsa le le gaufi; le fa go ntse jalo fa ba ikgopodisa ba le kwa lefatsheng le ba isitsweng kwa go lone ba golegilwe, mme fa ba sokologa ba go kokotlelela kwa lefatsheng la kgolego ya bone, ba re: ‘Re leofile, re dirile ka bokgopo, re dirile ka boikepo;’ fa ba boela mo go wena ka pelo yotlhe ya bone le ka mowa otlhe wa bone, ba le kwa lefatsheng la kgolego ya bone, kwa ba ba isitseng gone ba golegilwe, mme fa ba rapela ba lebile lefatshe la ga bone, le o ne wa le naya borraabo, le motse o o ne wa o itshenkela, le ntlo e ke e agetseng leina la gago, foo o utlwe o le kwa legodimong, e bong bonnong jwa gago, o utlwe morapelo wa bone le mekokotlelo ya bone, mme o emele tshiamelo ya bone; o itshwarele batho ba gago ba ba go leofetseng.

2 Chronicles 7:12-15

Jehofa a bonalela Solomone go le bosigo a mo raya a re: “Ke utlwile morapelo wa gago, ke bile ke itshenketse felo fa, gore go nne ntlo ya tlhabelelo. E tlaa re fa ke tswala legodimo, mme pula e sa ne, kgotsa fa ke laola gore tsie e bilatse lefatshe, kgotsa fa ke tsosa kgogodi mo bathong ba me; fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina la me, ba ikokobetsa, mme ba rapela, ba batla sefatlhogo sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo; foo ke tlaa utlwa ke le mo legodimong, mme ke tlaa itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone. Jaana matlho a me a tlaa buduloga, le ditsebe tsa me ke tlaa di sekegela morapelo o o dirwang mo felong fa.

2 Chronicles 15:12

Ba tsena mo kgolaganong, ya gore ba batle Jehofa Modimo wa borraabo, ka pelo yotlhe ya bone, le ka mowa otlhe wa bone;

Ezra 9:3-5

E rile ke utlwa selo se, ka ikgagola seaparo le sekhutlana, ka ikhumola moriri le ditedu, ka dula ka kgakgamalo fela. Foo ga phuthegela kwa go nna mongwe le mongwe yo o roromang ka mafoko a Modimo wa Iseraele, ka ntlha ya tlolo ya bone ba botshwaro; ka dula ka kgakgamalo go ya lobakeng lwa go isa seromololo sa maitsebowa. E rile ka lobaka lwa go isa seromololo sa maitsebowa ka nanonga mo boikokobetsong jwa me, seaparo sa me se gagogile fela le sekhutlana sa me; ka wela ka mangole, ka otlololela mabogo a me kwa go Jehofa, Modimo wa me.

Ezra 10:1

Jaana ya re Esera a sa ntse a rapela, a dira boipolelo, a lela, a itatlhela fa fatshe fa pele ga ntlo ya Modimo, ga bo go phuthegetse kwa go ene phuthego e kgolo thata ya banna le basadi le banyana ba ba tswang mo Iseraele; gonne batho ba lela mo go botlhoko.

Nehemiah 1:4-7

Mme ga dirala ya re ke sena go utlwa mafoko ao, ka dula, ka lela, ka hutsafala ka malatsi mangwe; ka ikitsa go ja, ka rapela fa pele ga Modimo wa legodimo. Ka re: “Ke a go rapela, Morena Modimo wa legodimo, Modimo o mogolo o o boitshegang, o o tshegeletsang ba ba o ratang le batshegetsi ba ditaolo tsa one kgolagano le boutlwelobotlhoko. “A jaana tsebe ya gago e sekegwe, matlho a gago a buduloge, gore o tle o reetse morapelo wa motlhanka wa gago, o ke o rapelang fa pele ga gago mo lobakeng lono, motshegare le bosigo, ka ga bana ba Iseraele, batlhanka ba gago, ka ke bolela maleo a bana ba Iseraele, a re a leofileng fa pele ga gago. Ee, nna le ba ntlo ya ga rre re leofile. Re go diretse ka mo go bodileng thata, ga re a tshegetsa ditaolo, le fa e le ditao, le fa e le dikatlholo tse o di laoletseng motlhanka wa gago Moše.

Nehemiah 10:28-29

“Batho ba bangwe, baperesiti, le Balefi, le balebedi ba kgoro le baopedi, Banethinime le botlhe ba ba itomololetseng molao wa Modimo, ba tswa mo ditšhabeng tsa mafatshe, ba na le basadi ba bone le bomorwaa bone, bomorwadia bone mongwe le mongwe yo o nang le kitso le tlhaloganyo; ba ngaparela bana ba ga rraabo, magosana a bone, mme ba ineela mo phutsong le mo ikanong ya gore ba tlaa sepela mo molaong wa Modimo o o tlhomilweng ke Moše motlhanka wa Modimo, le go tlhokomela le go dira ditaolo tsotlhe tsa ga Jehofa Morena wa rona, le dikatlholo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse di tlhomameng;

Job 13:23-24

Maikepo a me le maleo a me a kae? Nkitsise tlolo ya me le boleo jwa me. O subelang sefatlhogo sa gago, o ba o nkaya go re ke mmaba wa gago?

Job 19:26

E tlaa re morago letlalo la me le sena go senngwa jaana, ke tlaa bona Modimo ke le mo nameng ya me;

Job 31:6

(a ke lekanngwe mo selekanyong sa pego se se lekalekanyeng, gore Modimo o tlo o itse thokgamo ya me);

Job 33:27-28

A opele fa pele ga batho, a re: ‘Ke leofile, ka sokamisa sone se se siameng, mme go se ka ga nthusa sepe. O rekolotse mowa wa me gore o se ye mo moleteng, botshelo jwa me bo tlaa bona lesedi.’

Job 42:5-6

Ke ne ke utlwile ka ga gago ka kutlo ya tsebe; jaanong matlho a me a a go bona. Ke gone ka moo ke ipherogelang sebete, ke a ikwatlhaya ke le mo loroleng le molora.”

Psalms 4:3

Itseng fa Jehofa a ipeetse ene yo e leng moetsa Modimo fa thoko; Jehofa o tlaa utlwa mogang ke tlhaeleletsang kwa go ene.

Psalms 9:7-8

Jehofa o dutse e le kgosi ka bosakhutleng; setulo sa gagwe sa bogosi o se baakanyeditse katlholo. O tlaa atlhola lefatshe ka tshiamo; o tlaa direla ditšhaba katlholo ka thokgamo.

Psalms 9:10

ba ba itseng leina la gago ba tlaa ikanya mo go wena; gonne wena, Jehofa, ga o a latlha ba ba go batlang.

Psalms 13:5

Nna, ke ikantse mo boutlwelongbotlhoko jwa gago; pelo ya me e tlaa itumela mo polokeng ya gago;

Psalms 18:23

Le gone ke ne ke le boitekanelo mo go ene, mme ka ithiba mo boikepong jwa me.

Psalms 25:5

Ntsamaisa mo boammaaruring jwa gago o bo o nthute; gonne ke wena Modimo wa poloko ya me; ke lebelela mo go wena ka letsatsi lotlhe.

Psalms 25:7

O se ka wa gakologelwa maleo a jale ke sa le lekau, le fa e le ditlolo tsa me; o nkgakologelwe ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka ntlha ya molemo wa gago Jehofa.

Psalms 25:18

Sekaseka patikego ya me le thekisego ya me; mme o itshwarele maleo a me otlhe.

Psalms 29:2

Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; obamelang Jehofa mo bontleng jwa boitshepo.

Psalms 31:5

Ke tsenya mowa wa me mo seatleng sa gago; O nthekoletse, Jehofa, wena Modimo wa boammaaruri.

Psalms 32:1

Go sego ene yo tlolo ya gagwe e itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng.

Psalms 32:5

Ke ne ka go ipolelela boleo jwa me, le boikepo jwa me ga ke a bo fitlha. Ke rile: “Ke tlaa ipolelela Jehofa ditlolo tsa me,” mme wa itshwarela molato wa boleo jwa me. Sela.

Psalms 33:8

A lefatshe lotlhe le boife Jehofa; a banni botlhe ba lefatshe ba mo sisimoge.

Psalms 34:15-18

Matlho a ga Jehofa a mo go ba ba mmoifang, le ditsebe tsa gagwe di kwa go goeng ga bone. Sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula, go nyeletsa go gopolwa ga bone mo lefatsheng. Basiami ba ne ba goa, mme Jehofa a utlwa, a ba golola mo ditlalelong tsotlhe tsa bone. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng, o boloka ba ba mowa o o ngomogileng.

Psalms 34:22

Jehofa o rekolola mowa wa batlhanka ba gagwe; mo go ba ba mo ikanyang ga go na bape ba ba tlaa bonwang molato.

Psalms 38:18

Gonne ke tlaa bolela boikepo jwa me; ke tlaa hutsafalela boleo jwa me.

Psalms 41:4

Ke rile: “Jehofa, a ko o nkutlwele botlhoko; fodisa mowa wa me; gonne ke go leofetse.”

Psalms 51:1-4

Nkutlwela botlhoko Modimo, ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gago, o phimole ditlolo tsa me. Ntlhapisetsa ruri mo boikepong jwa me, o nntlafatse mo boleong jwa me. Gonne ke ipolela ditlolo tsa me, le boleo jwa me bo ntutse pele ka gale. Ke wena, wena wesi yo ke go leofetseng, ka dira se se bosula mo ponong ya gago, gore o tle o bonwe o le tshiamo mogang o buang, o bo o nne phepa mogang o atlholang.

Psalms 51:7

Ntshekisa ka mosiama, mme ke tlaa itsheka; ntlhapisa, mme ke tlaa nna mosweu bogolo go kapoko.

Psalms 51:9-11

Subela dibe tsa me sefatlhogo sa gago; o bo o phimole maikepo a me otlhe fela. Modimo, bopa pelo e e itshekileng mo go nna; o bo o šafatse mowa o o siameng mo teng ga me. O se ka wa ntatlha, wa ntlosa fa pele ga gago; le mowa wa gago o o boitshepo o se o tlose mo go nna.

Psalms 69:5

Modimo o a bo itse boeleele jwa me; le maleo a me ga a go subegela.

Psalms 74:12

Le fa go ntse jalo, Modimo o ntse o le Kgosi ya me le mo bogologolong, o ntse o dira poloko mo gare ga lefatshe.

Psalms 78:10

Ga ba a ka ba boloka kgolagano ya Modimo, ba gana go tsamaya mo molaong wa one;

Psalms 79:8-9

O se ka wa gakologelwa maikepo a borraetsho ba bogologolo go re sekisa ka one; a mapelonomi a gago a manana a re tlele pele ka bonako; gonne re ile kwa tlase thata. Re thuse Modimo wa poloko ya rona ka ntlha ya kgalalelo ya leina la gago, o re golole; tlhatswa o tlose dibe tsa rona, ka ntlha ya leina la gago.

Psalms 86:5

Gonne wena, Morena, o molemo, o iketleeditse go itshwarela; o bile o letlotlo la boutlwelobotlhoko mo go botlhe ba ba go bitsang.

Psalms 103:8

Jehofa o tletse bopelotlhomogi, mme o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko.

Psalms 103:10-12

Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona. Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo. Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo.

Psalms 103:17-19

Mme boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo ntse fela go tswa bosasimologeng go ya bosaengkae mo go ba ba mmoifang, le tshiamo ya gagwe go ya baneng ba bana; mo go ba ba bolokang kgolagano ya gagwe, le mo go ba ba gakologelwang ditaelo tsa gagwe go di dira. Jehofa o tlhomamisitse setulo sa gagwe sa bogosi mo magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo busa gotlhe fela.

Psalms 106:6

Re leofile le borraetsho, re ikepile, re dirile maswe.

Psalms 111:10

Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale botlhe ba ba dirang ka ga gone ba na le tlhaloganyo e e molemo; pako ya gagwe e eme ka bosakhutleng.

Psalms 115:1

E seng rona Jehofa, e seng rona, mme naya leina la gago kgalalelo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago, le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago.

Psalms 119:1-3

Go sego bone ba ba itekanetseng mo tseleng, ba sepela mo molaong wa ga Jehofa. Go sego ba ba bolokang ditshupo tsa gagwe, ba mmatla ka pelo yotlhe. Ee, ba bo ba sa dire tshiamololo epe, ba sepela fela mo ditseleng tsa gagwe.

Psalms 119:11

Ke beile lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela.

Psalms 119:136

Dinoka tsa metsi di ela mo matlhong a me, ka gobo ba sa tlhokomele molao wa gago. Tsade

Psalms 130:7

Iseraele, solofela mo go Jehofa; gonne mo go Jehofa go na le boutlwelobotlhoko; e bile mo go ene go na le thekololo e e letlotlo fela.

Psalms 147:11

Jehofa o kgatlhega mo go ba ba mmoifang, mo go ba ba solofelang mo boutlwelongbotlhoko jwa gagwe.

Proverbs 1:7

Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso, mme masilo a nyatsa botlhale le thuto.

Proverbs 3:5-7

O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago. O se ka wa nna botlhale mo matlhong a gago; boifa Jehofa, o bo o kgaogane le bosula.

Proverbs 4:14-15

O se ka wa tsena mo tseleng ya baikepi, o se ka wa tsamaya mo mekgweng ya batho ba ba bosula. E thibogele, o se ka wa feta ka yone; o e fapoge, mme o fetele koo.

Proverbs 8:13

Go boifa Jehofa ke go ila bosula; boikgodiso, le bogoma, le mokgwa o o bosula le molomo o o lesoko, ke dilo tse ke di ilang.

Proverbs 28:9

Yo o ithuhulang, gore a se utlwe molao, le e leng one morapelo wa gagwe ke sefedisapelo fela.

Proverbs 28:13-14

Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a ketla a tlhogonolofala, mme yo o di ipolelang a ba a di bakela, o tlaa bona boutlwelobotlhoko. Go sego motho yo o sisimogang ka metlha yotlhe, mme yo o ikwatlalatsang pelo o tlaa wela mo bosuleng.

Ecclesiastes 7:20

Gonne ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.

Ecclesiastes 12:13-14

Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.

Isaiah 1:16

Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula.

Isaiah 1:18

“Ntlong jaana, a re ganetsanyeng mmogo.” go bua Jehofa: “Le fa dibe tsa lona di hubitse bohibidu jo bo letlhololo, di tlaa nna ditshweu jaaka kapoko; le fa di le bohibidu jo bo mokgona, di tlaa nna jaaka bobowa jwa nku.

Isaiah 5:20-21

Ija! A bo go latlhega ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba beye lefifi boemong jwa lesedi, le lesedi boemong jwa lefifi; ba beye bokgeme boemong jwa botshe, le botshe boemong jwa bokgeme! Ija! A bo go latlhega ba ba iponang botlhale, ba le matsetseleko mo boiponong jwa bone!

Isaiah 6:7

A ama molomo wa me ka lone, a re: “Bona! Lone le, le amile dipounama tsa gago; boikepo jwa gago bo tlositswe, le boleo jwa gago bo tlhatswitswe.”

Isaiah 42:6

“Nna Jehofa ke go biditse mo tshiamong, ke tlaa tshwara seatla sa gago, ke go dibela; ke tlaa go ntsha, gore o nne kgolagano ya batho, o bo o nne lesedi la merafe;

Isaiah 43:25-26

Ke nna, e leng nna, yo ke phimolang ditlolo tsa gago ka ntlha ya me; le maleo a gago ga nketla ke a gakologelwa. O tle o nkgakolole; a re rapelane; ranola kgang ya gago, gore o tle o siamisiwe.

Isaiah 44:22-23

Ke kaolotse ditlolo tsa gago jaaka leru le le kwenneng, le dibe tsa gago jaaka leru; boela mo go nna, gonne ke go rekolotse.” Opelang lona magodimo, gonne Jehofa o dirile; thelang lošalaba lona mafelo a kwa tlase a lefatshe; ponyegang ka sefela, lona dithaba; wena sekgwa, le setlhare sengwe le sengwe se se mo go sone; gonne Jehofa o rekolotse Jakobe, o tlaa ikgalaletsa mo go Iseraele.

Isaiah 45:21-22

Bolelang, a go ntshiwe; ee, a ba gakololane mmogo, emang yo o supileng selo se e sa le bogologolo tala? Emang yo o se boletseng bogologolo? A ga se nna Jehofa? Mme ga go na Modimo ope o sele fa e se nna. Ke Modimo o o tekatekanyo ke bile ke mmoloki; ga go na ope kwa ntle ga me. Lebang kwa go nna, lo bolokwe lona lotlhe dikhutlo tsa lefatshe; gonne nna ke Modimo, mme ga go na ope o sele.

Isaiah 51:11

Barekolodwi ba ga Jehofa ba tlaa bowa, ba tlaa tla mo Sione ka kopelo; mme go ipela mo go sa khutleng go tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa ja boitumelo le boipelo, mme bohutsana le phegelo di tlaa tshabela koo.

Isaiah 53:5-6

O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe. Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe; mme Jehofa o kokoanyeditse maikepo otlhe a rona mo go ene.

Isaiah 55:6-9

“Batlang Jehofa a sa ntse a ka bonwa; mmitseng a sa ntse a le gaufi. A moikepi a latlhe tsela ya gagwe, le motho yo o sa siamang kgopolo tsa gagwe; a a boele kwa go Jehofa, mme o tlaa mo utlwela botlhoko; le kwa Modimong wa rona, gonne o tlaa itshwarela ka botlalo. Gonne megopolo ya me ga se megopolo ya lona; le gone mekgwa ya lona ga se mekgwa ya me, go bua Jehofa. Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lefatshe, jalo mekgwa ya me e kwa godimo bogolo go mekgwa ya lona, le megopolo ya me bogolo go megopolo ya lona.

Isaiah 57:15

Gonne go bua jaana Ene yo o godimo, yo o godileng thata, yo o ntseng mo Bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Boitshepo, a re: “Ke agile mo felong ga godimo le ga boitshepo, le gone ke nna le ene yo o mowa o o ngomogileng, o o ikokobeditseng, go rudisa mowa wa ba ba ikokobeditseng, le go rudisa pelo tsa ba ba pelo e e ngomogileng.

Isaiah 61:1-3

Mowa wa Morena Modimo o mo go nna; gonne Jehofa o ntloleditse go rerela ba ba pelonolo mafoko a a molemo; o nthomile gore ke fape ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwa kgololo, le ba ba golegilweng, go re ntlo ya kgolegelo e budilwe. Go bolela ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa, le letsatsi la pusoloso ya Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng; go laolela ba ba hutsafetseng mo Sione, go ba naya mokgabo wa ditšheše boemong jwa melora, lookwane lwa boitumelo boemong jwa khutsafalo, seaparo sa pako mo boemong jwa mowa wa ngodiego; gore ba bidiwe ditlhare tsa tshiamo, tse di tlhomilweng ke Jehofa, gore a galalediwe.

Isaiah 64:6

Gonne rotlhe re ntse jaaka motho yo o leswe, le ditshiamo tsotlhe tsa rona di ntse jaaka seaparo se se tsenyeng maswe; mme rotlhe re swaba fela jaaka lekakaba; le maikepo a rona, jaaka phefo, a re tsubulela koo fela.

Isaiah 66:2

Gonne dilo tse tsotlhe seatla sa me se di dirile, jalo dilo tse tsotlhe tsa tla tsa nna, go bua Jehofa; mme motho ke yo, yo ke tlaa lebang kwa go ene, e bong ene yo o humanegileng, a le mowa o o ngomogileng, mme a roroma ka lefoko la me.

Jeremiah 3:13

Mme go le gosi o ipolele boikepo jwa gago ka go re, o tloletse Jehofa Modimo wa gago, o gaseditse baeng mekgwa ya gago fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa akela lentswe la me”; go bua Jehofa.

Jeremiah 3:25

A re itelegeng mo ditlhongnyeng tsa rona! A tshosobagano ya rona e re khurumetse; gonne re leofetse Jehofa Modimo wa rona, rona le borraetsho, go tswa mo bokaung jwa rona le go tla mo motlheng wa gompieno, ga re ise re akele lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona.”

Jeremiah 4:14

Jerusalema, tlhapisa pelo ya gago boikepo, gore o tle o bolokwe. Ana megopolo ya gago e e bosula e tla tlhola nao ka lobaka lo lo kaye?

Jeremiah 6:19

Utlwa, wena lefatshe; bona, ke tlaa lere bosula mo bathong ba, e bong loungo lwa megopolo ya bone, ka ba se ka ba reetsa mafoko a me; le one molao wa me ba o ganne.

Jeremiah 8:6

Ka reetsa mme ka utlwa, mme ga ba a ka ba bua ka tshiamo; ga go motho ope yo o ikwatlhaelang boikepo jwa gagwe ka go re: “Ke dirile eng?” Mongwe le mongwe o fapogela tseleng ya gagwe, jaaka pitse e e sotlhomelang mo tlhabanong.

Jeremiah 9:13-14

Jehofa a re: “E re ka ba latlhile molao wa me o ke o beileng fa pele ga bone, mme ba se ka ba utlwa lentswe la me, le fa e le go sepela mo go lone; mme ba sepetse ka fa logwading lwa pelo tsa bone, ba ile le boBaale, mo ba go rutilweng ke borraabo.”

Jeremiah 14:7

Le fa maikepo a rona a re supa fa re le molato, a ko o dire fela ka ntlha ya leina la gago, Jehofa; gonne ditenego tsa rona di dintsi; re go leofetse.

Jeremiah 14:20

Jehofa, re ipolela boikepo jwa rona, le boikepo jwa borraetsho, gonne re go leofetse.

Jeremiah 17:14

Mphodisa Jehofa, mme ke tlaa fola; mpoloka, mme ke tlaa bolokega; gonne ke wena pako ya me.

Jeremiah 24:7

Ke tlaa ba naya pelo ya go nkitse fa ke le Jehofa; mme ba tlaa nna batho ba me, mme ke tlaa nna Modimo wa bone; gonne ba tlaa boela mo go nna ka pelo yotlhe ya bone.

Lamentations 3:22-23

Fa e bo ne ne re sa nyelediwe jaana ke ka ntlha ya mapelonomi a ga Jehofa, le ka go bo matlhomoga pelo a gagwe a sa tlhaele. A ntse maša ka meso le meso; boikanngo jwa gago bo bogolo.

Lamentations 5:15-17

Boitumelo jwa pelo tsa rona bo khutlile; pina ya rona e fetogile bohutsana. Serwalo se ole mo tlhogong ya rona. A batho ba bagolo, rona! Gonne re leofile. Dipelo tsa rona di idibetse ka ntlha ya mo; matlho a rona a otofala ka ntlha ya dilo tse.

Ezekiel 18:4

Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.

Ezekiel 18:20

Mowa o o leofang, go tlaa swa one; ngwana ga a ketla a belega boikepo jwa ga rraagwe, le rra motho ga a ketla a belega boikepo jwa ngwana; tshiamo ya mosiami e tlaa nna mo go ene, le boikepo jwa moikepi bo tlaa nna mo go ene.

Ezekiel 18:21-23

“Fa moikepi a sokologa mo maleong otlhe a gagwe a o a dirileng, mme a tshegetsa ditao tsa me, a dira sone se se laotsweng le se se siameng, ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa. Ga go ketla go gakologelwa dipe tsa ditlolo tsa gagwe tse o ntloletseng ka tsone; o tlaa tshedisediwa tshiamo e o e dirileng. A ke na le kgatlhego mo losong lwa moleofi? Go bua Morena Modimo; mme bogolo a ga se gore a sokologe mo tseleng ya gagwe, mme a tshele?

Ezekiel 18:24

“Ya re fa mosiami a fapoga mo tshiamong ya gagwe, a dira boikepo, mme a dira ka fa dilong tse di makgapha tsotlhe tse moikepi o di dirang, a o tlaa tshela? Ga go ketla go gakologelwa dipe tsa ditiro tsa gagwe tsa tshiamo tse o di dirileng; mme mo tlolong e o e tlodileng, le mo boleong jo o bo leofileng, o tlaa swela mo go jone.

Ezekiel 18:25

“Le fa go ntse jalo lo a tle lo re: ‘Tsela ya ga Jehofa ga e a lekalekana.’ Utlwang, jaana, lona ba ntlo ya Iseraele: A tsela ya me ga e a lekalekana? Ditsela tsa lona a ga se tsone di sa lekalekanang?

Ezekiel 18:26

Ya re fa mosiami a fapoga mo tshiamong ya gagwe a dira boikepo, mme a swela mo go jone; o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe jo ene o bo dirileng.

Ezekiel 18:27-28

Gape e a re fa moikepi a sokologa mo boikepong jwa gagwe jo o bo dirileng, mme a dira se se laotsweng le se se siameng, o tlaa tshedisa mowa wa gagwe. Ereka a gopola, mme a sokologa mo ditlolong tsotlhe tsa gagwe tse o di dirileng, ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa.

Ezekiel 18:29

Le fa go ntse jalo go tle go bue ba ntlo ya Iseraele, ba re: ‘Tsela ya Morena ga e a lekalekana.’ Lona ba ntlo ya Iseraele, a ditsela tsa me ga di a lekalekana? Ditsela tsa lona a ga se tsone di sa lekalekanang?

Ezekiel 18:30-32

“Ke gone ke tlaa lo sekisang, lona ba ntlo ya Iseraele, mongwe le mongwe ka fa ditseleng tsa gagwe, go bua Morena Modimo. Bowang, lo itshokolole mo ditlolong tsotlhe tsa lona; jalo boikepo bo tlaa bo bo se ketla bo lo senya. Latlhang ditlolo tsotlhe tsa lona tse lo tlodileng ka tsone; lo itirele pelo e ntšha le mowa o moša; ka go bo lwa bo lo ratelang go swa lona ba ntlo ya Iseraele? Gonne ga ke na kgatlhego epe mo losong lwa yo o swang, go bua Morena Modimo; mme ke gone itshokololeng, lo tshele.”

Ezekiel 20:43

Lo tlaa gakologelwa ditsela tsa lona teng, le ditiro tsotlhe tsa lona, tse lo iitshekolotseng ka tsone; mme lo tlaa ikila mo ponong ya lona ka ntlha ya masula otlhe a lo a dirileng.

Ezekiel 33:18-19

Mogang mosiami o sokologang mo tshiamong ya gagwe, mme a dira boikepo, o tlaa swela fela mo go jone. Mogang moikepi o sokologang mo boikepong jwa gagwe, mme a dira se se laotsweng le se se siameng, o tlaa tshela ka gone.

Ezekiel 36:25-26

Foo ke tlaa lo kgatsha ka metsi a a itshekileng, mme lo tlaa itsheka; ke tlaa lo tlhapisa leswe lotlhe la lona, le medimo yotlhe ya lona ya disetwa. Le gone ke tlaa lo naya pelo e ntšha, ke tlaa tsenya mowa o moša mo teng ga lona; ke tlaa tlosa pelo ya sekalentswe mo nameng ya lona, mme ke tlaa lo naya pelo ya senama.

Daniel 9:3-6

Ka lebisa sefatlhogo sa me kwa go Morena Modimo, go batla ka morapelo le mekokotlelo, ka go ikitsa go ja, le ka letsela la kgetse, le ka melora. Ka rapela Jehofa Modimo wa me, ka ipolela, ka re: “Morena, Modimo o mogolo le o o boitshegang, yo o tshegetsang kgolagano le boutlwelobotlhoko le ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaolo tsa gagwe. Re leofile; re dirile ka bokgopo, re ikepile, re tsuolotse, re fapogile dikaelo tsa gago le dikatlholo tsa gago. Le gone ga re a reetsa baperofeti batlhanka ba gago, ba ba buileng ka leina la gago le dikgosi tsa rona, le dikgosana tsa rona, le borraetsho, le batho botlhe ba lefatshe.

Daniel 9:8

Morena, sa rona ke go tlhonya ga difatlhogo, le sa dikgosi tsa rona, le sa dikgosana tsa rona, le sa borraetsho, ka re go leofetse.

Daniel 9:9-10

Sa Morena Modimo wa rona ke mautlwelobotlhoko le maitshwarelo; gonne re mo tsuololetse; le gone ga re a akela lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona, go sepela mo melaong ya gagwe e o e beileng fa pele ga rona ka baperofeti batlhanka ba gagwe.

Daniel 9:20

E rile ke sa ntse ke bua, ke rapela, ke ipolela boleo jwa me le boleo jwa batho ba gaetsho Baiseraele, ke isa mokokotlelo wa me fa pele ga Jehofa Modimo wa me ka ga thaba e e itshepileng ya Modimo wa me;

Daniel 12:2

Le bantsi mo go bone ba ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe ba tlaa kubuga, bangwe ba tlaa kubugela botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe ba kubugela ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng.

Hosea 14:1

Iseraele we, boela mo go Jehofa Modimo wa gago; gonne o ole ka boikepo jwa gago.

Joel 2:12-13

“Le gompieno,” go bua Jehofa, “retologelang mo go nna ka pelo yotlhe, le ka go ikitsa go ja, le ka go lela, le ka go hutsafala.” Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo, lo retologele mo go Jehofa Modimo wa lona, gonne o pelontle, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko, mme o tle a ikwatlhaele bosula.

Joel 3:14

A bontsintsi, bontsintsi jwa batho mo molapong wa katlholelo! Gonne motlha wa ga Jehofa o atametse mo molapong wa katlholelo.

Jonah 3:5-10

Mme batho ba Ninefe ba dumela Modimo; mme ba laola gore go ikidiwe dijo; ba apara letsela la kgetse go simolola ka yo mogolo mo go bone, go ya fela kwa go yo mmotlana mo go bone. Mafoko ao a ya a fitlha kwa kgosing ya Ninefe, mme ya nanoga mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola kobo ya yone e tona, ya apara letsela la kgetse, ya dula mo moloreng. Ya opa mokgosi, ya kua mo motseng otlhe wa Ninefe ka taolo ya kgosi le ya bagolwane ba yone, go twe: “A go se nne motho ope yo o isang sepe mo ganong, le fa e le setshedi sa matlhape, le fa e le sa letsomane; a di se hule le fa e le go nwa metsi. A go ikhurumediwe ka letsela la kgetse, motho le setshedi, mme go goelediwe Modimo ka thata, ee, a mongwe le mongwe a sokologe mo tseleng ya gagwe e e bosula, le mo thubakong e e mo diatleng tsa bone. E mang yo o itseng gore, a Modimo ga o ketla o sokologa o ikwatlhaya, o boa mo bogaleng jwa one jo bo gaketseng, gore re se ka ra swa?” Mme Modimo wa bona ditiro tsa bone, gore ba sokologile mo tseleng ya bone e e bosula; mme Modimo wa ikwatlhaela bosula jo o rileng o tlaa bo ba direla; wa se ka wa bo dira.

Micah 7:9

Ke tlaa belega kgakalo ya ga Jehofa ka ke mo leofetse, go tsamaya a ganelela mafoko a me, mme a ntirela tshiamiso. O tlaa nntshetsa mo leseding mme ke tlaa bona tshiamo ya gagwe.

Micah 7:18-19

Ana Modimo o o tshwanang nao ke ofe, o o itshwarelang boikepo, o iphapaanye le tlolo ya masalela a boswa ja one? Ga o tshegetse bogale jwa one ka bosakhutleng, ka o rata boutlwelobotlhoko. O tlaa ba o retologa, o tlaa re tlhomogela pelo; o tlaa gata maikepo a rona ka dinao. O tlaa latlhela maleo otlhe a bone mo botennyeng jwa lewatle.

Matthew 1:21

O tlaa bona ngwana wa mosimane; mme o tlaa mo raya leina o re, Jesu; gonne ke ene yo o tlaa gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.”

Matthew 3:2

“Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”

Matthew 3:5-6

Foo ga tswela kwa go ene Jerusalema, le lefatshe lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya Joretane; mme ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone.

Matthew 3:7-8

Mme e rile a bona Bafarisai ba le bantsi le Basadukai ba tla kolobetsong ya gagwe, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang? Ke gona ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao.

Matthew 3:10-12

Le jaana fela selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo, se a rengwa, se latlhelwa mo molelong. Nna le gale ke lo kolobeletsa boikwatlhao ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go di mo tsholela, ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo; yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”

Matthew 3:13-15

Foo Jesu a tswa kwa Galilea, a tla kwa Joretane kwa go Johane, a tla go kolobediwa ke ene. Mme Johane a rata go mo itsa, a re: “Ke tshwanetse ka bo ke kolobediwa ke wena, mme a o tla mo go nna?” Mme Jesu a mo fetola a re: “Mma go nne jalo gompieno; gonne go re tshwanetse go dirafatsa tshiamo yotlhe jalo.” Foo a mo leseletsa.

Matthew 4:16-17

batho ba ba neng ba dutse mo lefifing, ba bona lesedi le legolo, le ba ba neng ba dutse mo lefatsheng le le mo moriting wa loso, lesedi la ba tlhabela.” E sa le ka lobaka loo Jesu a simolola go rera, le go re: “Ikwatlhaeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”

Matthew 5:3-10

“Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. Go sego ba ba lelang; gonne ba tlaa gomodiwa. Go sego ba ba pelonomi; gonne ba tlaa rua lefatshe. Go sego ba ba bolawang ke tlala le lenyora ka ntlha ya tshiamo; gonne ba tlaa kgorisiwa. Go sego ba ba kutlwelobotlhoko; gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko. Go sego ba ba pelo di itshekileng; gonne ba tlaa bona Modimo. Go sego ba ba letlanyang; gonne ba tlaa bidiwa bomorwa Modimo. Go sego ba ba bogiseditsweng tshiamo; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone.

Matthew 5:18-20

Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele. Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo. Gonne ke lo raye ke re, fa tshiamo ya lona e sa gaise tshiamo ya bakwadi le ya Bafarisai, ga lo ketla lo tsena gope mo bogosing jwa legodimo.

Matthew 5:29-30

Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng. Fa seatla sa gago se segolo se go kgopisa, o se kgaole, o se latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.

Matthew 5:48

Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.

Matthew 6:9-13

Ke gone lo rapele lo re: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Re neye gompieno sejo sa rona sa letsatsi. Mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona. O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)

Matthew 6:14-15

“Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraeno wa legodimo le ene o tlaa lo itshwarela le lona. Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a ketla a itshwarela ditlolo tsa lona.

Matthew 6:22-23

“Leitlho ke lobone lwa mmele; ke gone e a re fa leitlho la gago le bona sentle, mmele otlhe wa gago o tlale lesedi. Mme e a re fa leitlho la gago le le bosula, mmele otlhe wa gago o tlale lefifi. Ke gone e a re fa lesedi le le mo go wena e le lefifi, ana lefifi leo le legolo jang!

Matthew 6:24

“Ga go na motho ope yo o ka direlang barena ba le babedi; ka a tlaa ila yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe a ngaparele yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.

Matthew 6:33

Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.

Matthew 7:13-14

“Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.

Matthew 7:17-20

Fela jalo setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa loungo lo lo molemo; mme setlhare se se bosula se ungwa loungo lo lo bosula. Setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo bosula, le gone setlhare se se bosula ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo molemo. Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. Ke gone lo tlaa ba itse ka loungo lwa bone.

Matthew 7:21-23

“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’

Matthew 10:22

Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa.

Matthew 10:28

Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng.

Matthew 10:32-33

“Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong. Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.

Matthew 10:37-39

“Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela. Le yo o sa tseyeng mokgoro wa gagwe a ntshala morago, ga a ntshwanela. Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.

Matthew 11:20

Foo a simolola go kgoba metse e bontsi jwa ditiro tsa gagwe tsa nonofo di dirilweng mo go yone, ka e se ka ya ikwatlhaya a re:

Matthew 15:19

Gonne mo pelong go tswa megopolo e e bosula, le dipolao, le dikgokafalo, le boaka, bogodu, le pateletso le dikgalo.

Matthew 16:26

Gonne motho o tlaa bo a ka thusega eng, le fa a ka fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Kgotsa, se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng?

Matthew 18:3

Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, fa lo sa sokologe, lwa nna jaaka banyana, ga lo ketla lo tsena mo bogosing jwa legodimo ka gope.

Matthew 18:6

“Le fa e le mang yo o tlaa kgopisang mongwe wa ba babotlana ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, a ba a thabuediwa mo matenyeng a lewatle.

Matthew 18:8-9

“Fa seatla sa gago, kgotsa lonao lwa gago di go kgopisa, o di kgaole o di latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole kgotsa setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng o le diatla tsoo pedi kgotsa dinao tsoo pedi. Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo o le matlho oo mabedi.

Matthew 18:21-22

Foo ga tla Petere a mo raya a re: “Morena, kana wa gaetsho o ka nteofela gakae, mme ke ntse ke mo itshwarela; a ke gasupa?” Jesu a mo raya a re: “Ga ke go reye ke re e nne gasupa; ka re, e nne ga 70 gasupa.

Matthew 18:35

“Fela jalo, Rre wa legodimo o tlaa direla lona, fa lo sa itshwarelane, mongwe le mongwe wa ga gabo ka dipelo tsa lona.”

Matthew 19:29

Mme mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo, le fa e le bomorwa rraagwe, le fa e le bokgaitsadie, le fa e le rraagwe, le fa e le mmaagwe, (le fa e le mosadi,) le fa e le bana, le fa e le masimo, ka ntlha ya leina la me, o tlaa amogela galekgolo, mme o tlaa rua botshelo jo bo sa khutleng.

Matthew 20:28

fela jaaka Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”

Matthew 21:32

Gonne Johane o ne a tla kwa go lona ka tsela ya tshiamo; mme ga lo a ka lwa mo dumela; mme bakgethisi le diaka bone ba mo dumela; mme lona ga e a ka ya re lo bona, le fa e le go sala lo ikwatlhaya morago, gore lo mo dumele, ga lo a ka lwa go dira.

Matthew 22:11-14

“E rile kgosi e tsena e tla go bona balalediwa, ya bona motho teng yo o sa aparang seaparo sa nyalo. Mme ya mo raya ya re: ‘Tsala, o tsenye jang fano o se na seaparo sa nyalo?’ Mme a tlhoka se o se buang. Foo kgosi ya raya batlhanka ya re: ‘Mmofeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle, kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno gone.’ “Gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba itshenketweng ba babotlana.”

Matthew 22:37-40

Mme a mo raya a re: “ ‘O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’ E ke yone taolo e kgolo le ya ntlha. E nngwe ya bobedi e e tshwanang nayo ke e: ‘O rate wa gaeno jaaka o ithata.’ Mo ditaolong tse pedi tse, go tshegeletswe molao otlhe le baperofeti mo go tsone.”

Matthew 24:13

Mme yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa.

Matthew 25:1-12

“Foo bogosi jwa legodimo bo tlaa tshwantshiwa le makgarebane a a lesome, a a kileng a tsaya dipone tsa one, a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi. A matlhano a one a bo a le dieleele, mme a matlhano a le botlhale. Gonne a a dieleele, e rile a tsaya dipone tsa one, a se ka a tsaya le lookwane. Mme a a botlhale, e rile a tsaya dipone tsa one, a ba a tsaya lookwane ka digwana tsa one. Jaana ya re monyadi a sa ntse a diegile, makgarebane a otsela otlhe, a robala. “Mme ya re bosigogare ga kuiwa ga twe: ‘Bonang, monyadi ke yo! Tswang lo ye go mo kgatlhantsha.’ Foo makgarebane ao a tsoga otlhe, a baakanya dipone tsa one. Mme a a dieleele a raya a a botlhale a re: ‘Re tsheleleng lookwane lwa lona, gonne dipone tsa rona di a tima.’ Mme a a botlhale a ba fetola a re: ‘Go ka tla ga se ka ga lekana rona le lona; bogolo yang kwa go ba ba rekisang, lo ithekele.’ Mme ya re a sa ntse a ile go reka, monyadi a tla; mme a a iketleeditseng a tsena nae mo modirong wa nyalo; mme mojako wa tswalwa. “Morago ga tla makgarebane a mangwe a re: ‘Morena, Morena, re bulele.’ Mme a ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, ga ke lo itse.’

Matthew 25:31-46

“E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe. Mme o tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi; dinku o tlaa di baya ka fa letsogong le legolo, mme dipodi ka fa go la molema. Foo Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, lwa mpha dijo; ka nyorwa, lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’ “Foo basiami ba tlaa mo fetola ba re: ‘Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa? Re go bonye leng o le moeng ra go tshola, gongwe o sa apara ra go apesa? Re go bonye leng o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra ya kwa go wena?’ Mme kgosi e tlaa ba fetola e ba raya e re: ‘Ammaaruri ke a lo raya: E re ka lo go diretse mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo go diretse nna.’ “Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme ga lo a ka lwa mpha dijo; ka nyorwa, mme lwa se ka lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa se ka lwa ntshola; ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme ga lo a ka lwa ntirela.’ “Foo le bone ba tlaa mo fetola ba re: ‘Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, kgotsa lenyora, kgotsa o le moeng, kgotsa o sa apara, kgotsa o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra se ka ra go direla?’ Foo o tlaa ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, e re ka lo se ka lwa go direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa go ntirela.’ Mme bao ba tlaa ya mo petsong e e sa khutleng; mme basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”

Matthew 26:28

gonne se ke madi a me a kgolagano e ntšha, a a tshololelwang ba le bantsi go tla ba itshwarelwa dibe.

Matthew 26:41

Lebelelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”

Matthew 27:50-51

Mme Jesu a ba a goa gape ka lentswe le legolo, mme a neela mowa. Mme bonang, sesiro sa tempele sa gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la roroma; le mafika a phatloga;

Matthew 28:19

Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Morwa o o Boitshepo.

Mark 1:4-5

Johane a tla, ene yo o neng a kolobetsa kwa nageng, a ba a rera kolobetso ya boikwatlhao jwa go itshwarela dibe. Mme ga tshologela kwa go ene ba lefatshe lotlhe la Jutea, le botlhe ba Jerusalema; ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone.

Mark 1:15

a re: “Lobaka lo fitlhile, e bile bogosi jwa Modimo bo atametse; ikwatlhayeng, lo dumele Mafoko a a Molemo.”

Mark 6:11-12

Mme gongwe le gongwe kwa lo sa tsholwang teng, mme ba gana go lo utlwa, lo re lo tswa teng, lo itlhotlhore lorole lolo fa tlase ga dinao tsa lona, go nna tshupo ka ga bone.” Ba bolola ba ya ba rera gore batho ba ikwatlhaye.

Mark 7:20-23

A ba a re: “Se se tswang mo teng ga motho, ke sone se se itshekololang motho. Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao, le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo; dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng, mme di itshekolole motho.”

Mark 8:34-37

A ipiletsa bontsi jwa batho, ba na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe, a itse go ntshala morago, gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, o tlaa bo boloka. Gonne go ka thusa motho eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Motho o ka ntsha eng, a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe?

Mark 8:38

Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong, mogang o tlang ka kgalalelo ya ga rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”

Mark 9:43-44

Fa seatla sa gago se go kgopa, o se kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole, bogolo go go tsena o le diatla tsoo pedi mo moleteng, mo molelong o o sa ka keng wa tingwa; (kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.)

Mark 9:45-46

Mme fa lonao lwa gago lo go kgopa, o lo kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le setlhotsa, bogolo go go latlhelwa o le dinao tsoo pedi mo moleteng. (Kwa seboko sa bone se sa sweng teng le kwa molelo o sa tingweng teng.)

Mark 9:47-48

Fa leitlho la gago le go kgopa, o le gonye; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo bogosing jwa Modimo o le moitlho, bogolo go go latlhelwa o le matlho mabedi mo moleteng. Kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.

Mark 10:15

Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone gope.”

Mark 10:45

Gonne ruri Morwa Motho ga a a ka a tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe, gore e nne serekololo sa batho ba le bantsi.”

Mark 11:25

E tle e ne e re lo ema lo rapela, fa mongwe a le molato le lona lo mo itshwarele; gore Rraeno yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. (

Mark 11:26

Fa lona lo sa itshwarele, le gone Rraeno yo o kwa legodimong ga a ketla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.)”

Mark 13:13

Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, yoo o tlaa bolokwa.

Mark 14:24

A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano, a a tshololelwang batho ba le bantsi.

Mark 14:36

A re: “Ntata, Rra, dilo tsotlhe di ka dirafala mo go wena; tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.”

Mark 14:38

Lebelelang lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”

Mark 16:16

Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa.

Luke 1:50

Boutlwelobotlhoko jwa one bo mo go ba ba o boifang, mo tshikatshikeng.

Luke 1:75

mo boitshepong le mo tshiamong fa pele ga one, ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona.

Luke 1:77

go naya batho ba gagwe kitso ya poloko ka boitshwarelo jwa dibe tsa bone.

Luke 3:3

Mme a tla mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya boikwatlhao jo bo bonang boitshwarelo jwa dibe;

Luke 3:7-9

Foo a raya batho ba bantsintsi ba ba ileng go kolobediwa ke ene a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang? Ke gone ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao; mme lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re na le Aberahame rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a. Le jaana selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong.”

Luke 3:12

Ga tla bakgethisi le bone go kolobediwa, ba mo raya ba re: “Moruti, rona re tlaa dirang?”

Luke 3:21

Jaana e rile batho botlhe ba sena go kolobediwa, ya re Jesu le ene a kolobediwa, a rapela, legodimo la atlhamologa.

Luke 4:18

“Mowa wa Morena o mo go nna, gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthomile (go fodisa ba ba pelo di phatlogileng), go rerela bagolegwi kgololo, le phoufologo ya ba ba foufetseng, go golola ba ba teketilweng,

Luke 5:8

Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.”

Luke 6:36-37

Ke gone lona lo nne kutlwelobotlhoko fela, jaaka Rraalona le ene a le kutlwelobotlhoko. “Le gone lo se ka lwa sekisa, mme ga lo ketla lo sekisiwa; se boneng batho molato, mme ga lo ketla lo bonwa molato; rebolang, mme lo tlaa rebolwa;

Luke 7:30

Mme Bafarisai le ba molao ba tsupuetsa boikaelelo jwa Modimo ka ga bone, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene.

Luke 7:46-48

Tlhogo ya me ga o a ka wa e tlotsa lookwane; mme mosadi yo, o ntloditse dinao ka setlolo. Ke gone ke go rayang ke re, dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe, gonne o ratile go le gogolo; mme yo o itshwaretsweng go le gobotlana, o rata go le gobotlana.” A raya mosadi a re: “Dibe tsa gago o di itshwaretswe.”

Luke 9:23-25

A raya botlhe a re: “Fa motho mongwe a rata go ntshala morago a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe ka malatsi otlhe, mme a ntshale morago. Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, yoo o tlaa bo boloka. Gonne motho o a ba a ka thusega eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme ene ka sebele sa gagwe a itimetsa, kgotsa a itatlha?

Luke 9:26

Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, Morwa Motho o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke ene, mogang o tlang ka kgalalelo ya gagwe, le ya ga rraagwe, le ya baengele ba ba boitshepo.

Luke 9:62

Jesu a mo raya a re: “Ga go motho ope yo o ka reng a tshwere mogoma ka seatla, mme a šeba kwa morago, yo o ka tshwanelang bogosi jwa Modimo.”

Luke 11:2-4

A ba raya a re: “E re fa lo rapela lo re: “ ‘Rra, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle. Re neye ka letsatsi lengwe le lengwe sejo sa letsatsi. O re itshwarele dibe tsa rona; gonne le rona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona. O se re gogele mo thaelong.’ ”

Luke 12:8-9

“Ke a lo raya ka re, le fa e le mang yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, Morwa Motho le ene o tlaa mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo; mme yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, o tlaa itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.

Luke 13:2-5

Mme Jesu a ba fetola a re: “A lo itlhoma gore Bagalilea bao e ne e le baleofi bogolo go Bagalilea botlhe, ka ba bogile dilo tse? Ke a lo raya, nnyaa; fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tlaa nyelela fela jalo. Kgotsa ba ba 18 bale, ba kago e e godileng e ba wetseng, ya ba bolaya mo Siloame, a lo itlhoma gore e ne e le baleofi go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema? Ke a lo raya, nnyaa; fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tlaa nyelela fela jalo.”

Luke 15:7

Ke a lo raya, go tlaa nna boitumelo fela jalo kwa legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go ka ga ba ba siameng ba le 99, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.

Luke 15:10

Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”

Luke 15:11-32

Mme a re: “Monna mongwe o ne a na le bana ba basimane ba le babedi. Yo mmotlana wa bone a raya rraagwe a re: ‘Rra, nnaya mo e neng e tlaa nna ga me ga boswa.’ Mme a ba kgaoganyetsa dilo tse o tshelang ka tsone. Mme ya re malatsi a ise a fete a le mantsi morago ga moo, ngwana yo mmotlana a phutha gotlhe, a etela kwa lefatsheng le le kgakala, mme a le gone a senya dilo tsa gagwe mo ditlhapelong tsa bofafalele. Ya re a sena go di fedisa tsotlhe fela, ga wela mmopamo o mogolo thata mo lefatsheng leo; mme a simolola go nna mo pitlaganong. Mme a ya a ineela mo go mongwe monni wa lefatshe leo, mme ene a mo isa kwa nageng ya gagwe gore a otlele dikolobe teng. Mme a eletsa a ka bo a ka kgora moroko o o jewang ke dikolobe; mme a se ka a fiwa ke ope. Mme e rile a itharabologelwa a re: ‘Kana batlhanka ba ba thapilweng ba ga rre ba bantsi jang, ba na le dijo tse di lekanyeng di ba di sala, mme nna ke swela fano ka tlala. Ke tlaa nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago; ka moo ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao; ntira jaaka mongwe wa batlhanka ba gago ba ba thapilweng.’ “Mme a nanoga, a tla kwa go rraagwe. Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, mme a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ya a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla. Mme morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago, ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’ Rraagwe a raya batlhanka a re: ‘Ntshang seaparo se sentlentle ka bonako, lo se mo apese; lo mo rwese mohitsana mo letsogong, le ditlhako mo dinaong; lereng namane e e nonneng, lo e tlhabe; mme a re jeng, re dire mokete o mogolo; gonne yo morwaake o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Ba simolola go dira mokete. “Jaana morwawe yo mogolo a bo a le kwa nageng; ya re a tla a atamela ntlo, a utlwa kopelo le pino. Mme a bitsa mongwe wa batlhanka, a mmotsa a re: ‘Ke eng se se dirwang jaana?’ A mo raya a re: ‘Monnao o tsile; mme rraago o tlhabile namane e e nonneng, ka gobo a mmonye a itekanetse fela.’ “Mme a nna bogale, a gana go tsena; mme rraagwe a tswela kwa go ene a mo rapela. A fetola rraagwe a re: ‘Bona, ke go diretse ka dinyaga tse dintsi tse, le gone ga ke ise nke ke tlole taolo ya gago gope; le fa go ntse jalo, ga o ise o ko o nneye le fa e le potsane, gore ke dire mokete le ditsala tsa me. Mme morwao yo, yo o supuditseng dilo tsa gago le baakafadi, o rile a sa ntse a tla fela, wa mo tlhabisa namane e e nonneng.’ “A mo raya a re: ‘Morwaaka, ke na nao ka metlha yotlhe, le tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago. E ne e le tshwanelo fa re ka dira mokete, ra ba ra itumela; gonne yo monnao o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ ”

Luke 16:30-31

Mme a re: ‘Nnyaa, Aberahame, Rra; fa mongwe a tswa mo baswing a ya kwa go bone, ba tlaa ikwatlhaya.’ Mme a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gone ga ba ketla ba rapelesega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”

Luke 17:3-4

Itiseng: E re fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele. Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a nna a boela mo go wena gasupa ka letsatsi a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele fela.”

Luke 18:13

“Mme mokgethisi ene, a emela kwa kgakala, le e leng matlho a se ka a a lelaletsa legodimong, a ititaya sehuba a re: ‘Modimo, nkutlwela botlhoko, nna yo ke leng moleofi.’

Luke 19:10

Gonne Morwa Motho o tsile go batla le go boloka se se neng se latlhegile.”

Luke 22:19-20

A tsaya senkgwe, mme ya re a sena go leboga, a se ngathoganya, a se ba naya a re: “Se ke mmele wa me o o ntshediwang lona; dirang mo, lo nkgopole ka gone.” Senwelo le sone, a se tsaya jalo, morago ga go sena go jewa, a re: “Senwelo se, ke kgolagano e ntšha mo mading a me, e bong a a tshololelwang lona.

Luke 22:40

Ya re a fitlha teng, a ba raya a re: “Rapelang, gore lo se tsene mo thaelong.”

Luke 22:42

a re: “Rra, fa e le go rata ga gago, tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo, e seng go rata ga me, mme a go rata ga gago go dirale.”

Luke 23:39-43

Mme mongwe wa basenyi ba ba pegilweng nae a mo kgala, a re: “A ga o ene Keresete? Ipoloke le rona o re boloke.” Yo mongwe a mo fetola, a mo kgalemela a re: “A le Modimo ga o o boife, e tswa le wena o le mo tshekisong e ka yosi? Mme rona ruri, e re tshwanetse; ka re bona tuelo e e tshwanetseng ditiro tsa rona; mme monna yo, ga a a dira sepe se se sokameng.” Mme a re: “Jesu, a ko o nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago.” Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri, ke a go raya, o tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.”

Luke 24:46-47

a ba raya a re: “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tlaa swa jalo, mme a ba a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro; le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao, le boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.

John 1:12-13

Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe, e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo.

John 1:29

Ya re ka moso a bona Jesu a tla kwa go ene, mme a re: “Bonang, Kwana wa Modimo, yo o tlosang boleo jwa lefatshe!

John 3:3

Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.”

John 3:5-7

Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. O se gakgamale ka gobo ke go reile ka re, lo na le go tsalwa seša.

John 3:14-21

“Mme jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa gare ga naga, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa fela jalo; gore le fa e le mang yo o dumelang a bone botshelo jo bo sa khutleng mo go ene. Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe. Yo o dirang boammaaruri o tla leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe, fa di dirilwe mo Modimong.”

John 3:22

E rile morago ga dilo tse, Jesu a tla mo lefatsheng la Jutea, a na le barutwa ba gagwe; mme a diega nabo gone a kolobetsa.

John 3:36

Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”

John 4:24

Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.”

John 5:14

Ya re morago ga moo, Jesu a mo fitlhela mo tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodisitswe; o se ka wa tlhola o leofa, e se re kgotsa se se bosula bogolo sa go wela.”

John 5:24

“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong.

John 5:28-29

Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.

John 6:37

Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tlaa tla mo go nna; mme yo o tlang mo go nna, ga nketla ke mo kgoromeletsa ntle gope.

John 6:40

Gonne go rata ga Rre ke mo, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa Modimo, a mo dumela, a bone botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.”

John 6:44-45

Ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa Rara yo o nthomileng a sa mo goge, mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo. Go kwadilwe mo baperofeting ga twe: ‘Ba tlaa rutwa ke Modimo botlhe fela.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, mme a ithutile, o tla mo go nna.

John 6:47

Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya: Yo o dumelang mo go nna o na le botshelo jo bo sa khutleng.

John 6:51

Ke nna senkgwe se se tshedileng se se fologileng se tswa legodimong; fa motho le fa e le mang a ja senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng; ee, le gone senkgwe se ke tlaa se ntshang ke nama ya me, gore e nne botshelo jwa lefatshe.”

John 6:53-58

Foo Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo sa je nama ya Morwa Motho, fa lo sa nwe madi a gagwe, ga go na botshelo mo go lona. Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo. Gonne nama ya me ke sejo ruri, le madi a me ke seno ruri. Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o ntse mo go nna, le nna mo go ene. Jaaka Rara yo o tshedileng a nthomile, mme ke tshela ka ntlha ya ga Rara; jalo le ene yo o njang, o tlaa tshela ka ntlha ya me. Se ke sone senkgwe se se fologileng se tswa legodimong, ga se mo go etsang jaaka borara ba kile ba ja, mme ba sule; yo o jang senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng.”

John 8:12

Jesu a ba a bua nabo a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.”

John 8:24

Ke gone ke lo reileng ka re: ‘Lo tlaa swela mo dibeng tsa lona;’ gonne fa lo sa dumele fa ke le ene, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”

John 8:31-32

Jesu a raya Bajuta bao ba ba dumetseng mo go ene, a re: “Fa lo nna mo lefokong la me, foo lo bo lo le barutwa ba me ruri; lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”

John 9:31

Re a itse fa Modimo o sa utlwe baleofi; mme fa motho le fa e le mang e le moobamedi wa Modimo, a ba a dira go rata ga one, yoo o a mo utlwa.

John 10:16

Ke bile ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela.

John 10:26-28

Ga lo dumele, ka gobo lo se ba dinku tsa me. Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshale morago; ke di naya botshelo jo bo sa khutleng; ga di ketla di nyelela gope, e bile ga go ope yo o tlaa di phamolang mo seatleng sa me.

John 11:25-27

Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela; le fa e le mang yo o tshelang, a ba a dumela mo go nna, ga a ketla a swa gope. A mo o a go dumela?” A mo raya a re: “Ee, Morena; ke dumetse fa o le Keresete, Morwa Modimo, e bong ene yo o tlang mo lefatsheng.”

John 12:25

Yo o ratang botshelo jwa gagwe, bo a mo latlhegela; mme yo o ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tlaa bo bolokela botshelong jo bo sa khutleng.

John 12:42-43

Le fa go ntse jalo, le mo balaoding, ba le bantsi ba dumela mo go ene; mme ba se ka ba mo ipolela ka ntlha ya Bafarisai, e se re kgotsa ba kgaolwa mo ntlong ya thuto. Gonne ba ne ba rata kgalaletso ya batho bogolo go kgalaletso ya Modimo.

John 12:46

Ke tsile mo lefatsheng ke le lesedi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a se ka a nna mo lefifing.

John 12:48

Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo.

John 14:6

Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.

John 14:15

“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.

John 15:12-13

Taolo ya me ke e, gore lo ratane, fela jaaka le nna ke lo ratile. Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.

John 16:8-11

Mme ene o tlaa re a tsile, o tlaa senolela lefatshe molato ka ga boleo, le ka ga tshiamo, le ka ga katlholo; ka ga boleo, ka gobo ba sa dumele mo go nna; ka ga tshiamo, ka gobo ke ya kwa go Rara, mme lo sa tlhole lo mpona; ka ga katlholo ka gobo kgosana ya lefatshe leno e atlhotswe.

John 17:17

Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri.

John 20:29-31

Jesu a mo raya a re: “O dumetse ka gobo o mponye; go sego ba ba sa bonang, le fa go ntse jalo ba dumetse.” Jesu a dira ditshupo di le dintsi di sele fa pele ga barutwa ba gagwe, tse di sa kwalwang mo lokwalong lo; mme tse, di kwadilwe gore lo dumele fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bone botshelo mo ineng la gagwe ka go dumela.

Acts 2:21

Go tlaa dirala gore le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’

Acts 2:38

Petere a ba raya a re: “Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.

Acts 2:41-42

Foo ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, ba okediwa ka tsatsi leo, e ka ne e le ka batho ba le 3 000. Ba nnela ruri mo thutong le mo bongwefeleng le baaposetole, le mo go ngathoganyeng senkgwe, le mo merapelong.

Acts 3:19

Ke gone, ikwatlhayeng, lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe, gore go tlo go tle metlha ya thudiso jalo, e e tswang fa pele ga Morena;

Acts 4:12

Ga go na poloka mo go ope o sele; le gone ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo go lone.”

Acts 5:31

Ene yoo, Modimo o mo goleditse ka seatla sa one se segolo, gore a nne Kgosana le Mmoloki, gore a neye Iseraele boikwatlhao le boitshwarelo jwa dibe.

Acts 8:12-13

Mme e rile ba dumela Filipo, jaaka a ba rerela Mafoko a a Molemo, ka ga bogosi jwa Modimo, le ka ga leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi. Simone le ene a dumela, mme e rile a sena go kolobediwa, a nna kwa go Filipo. O rile ka a bona ditshupo le dikgakgamatso di dirwa, a tseana thata.

Acts 8:22

Ke gone, o ikwatlhaele boikepo jo, o rapele Morena, e tle e re kgotsa kgakologelo ya pelo ya gago o e itshwarelwe.

Acts 8:36-37

Ya re ba sa tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe; mme moopafadiwa a re: “Bona, metsi ke a; ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?” (Filipo a re: “Fa o dumela ka pelo yotlhe ya gago go ka nna jalo.” A mo fetola a re: “Ke a dumela fa Jesu Keresete e le Morwa Modimo.”)

Acts 9:18

Ka bonako ga wa dilo e kete makape mo matlhong a gagwe, mme a foufologa; a nanoga a kolobediwa;

Acts 10:34-35

Petere a tswa molomo a bua a re: “Ammaaruri ke a lemoga fa Modimo e se motlhaodi wa batho; mo merafeng yotlhe, yo o boifang one, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go one.

Acts 10:42-43

Mme a re laya gore re rerele batho, re supe fa yo e le ene yo o laotsweng ke Modimo, gore a nne moatlhodi wa batshedi le baswi. Ke ene yo baperofeti botlhe ba supang ka ga gagwe, fa mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a tlaa bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.”

Acts 10:48

Mme a laola gore ba kolobediwe mo ineng la ga Jesu Keresete. Ba mo rapela gore a tlhole malatsi mangwe teng.

Acts 11:18

Ya re ba utlwa dilo tse, ba didimala fela, mme ba baka Modimo, ba re: “Jalo Baditšhaba le bone Modimo o ba neile boikwatlhao jwa go bona botshelo.”

Acts 13:23-24

Modimo o lereditse Iseraele Mmoloki; e bong Jesu, a le losika lwa monna yo, ka fa lefokong la tsholofetso; jale jaaka Johane a sena go rera kolobetso ya boikwatlhao mo bathong botlhe ba Iseraele, a ise a tle.

Acts 13:38-39

Ke gone a go itsiwe ke lona, bakaulengwe, fa lo bolelelwa boitshwarelo jwa dibe ka monna yo. Mongwe le mongwe yo o dumelang, o siamisiwa ka ene ka ga dilo tsotlhe, tse lo ne lo sa ka ke lwa siamisiwa ka ga tsone ka molao wa ga Moše.

Acts 14:22

Ba nitimisa mewa ya barutwa, ba ba laya, gore ba nnele ruri mo tumelong, ba re: “Re na le go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”

Acts 16:30-33

a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Barena, ke tlaa dirang gore ke bolokwe?” Ba re: “Dumela mo go Morena Jesu, mme o tlaa bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.” Ba bua lefoko la Morena nae le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe. A ba tsaya ka lobaka loo lwa bosigo, a tlhatswa dintho tsa bone; mme a akofa a kolobediwa, ene le ba gagwe botlhe fela.

Acts 17:30-31

Ke gone, metlha ya botlhoka kitso, Modimo o ne wa e tlhokomologa; mme gompieno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaye ka ntlha tsotlhe, ka o tlhomile letsatsi le o tlaa atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mo laotseng; mo, o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo tsositse mo baswing.”

Acts 18:8

Mme Kerisepo, molaodi wa ntlo ya thuto, a dumela mo Moreneng, le botlhe ba ntlo ya gagwe; le Bakorinthe ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba dumela, mme ba kolobediwa.

Acts 19:4-5

Paulo a re: “Johane o kolobeditse ka kolobetso ya boikwatlhao, a raya batho a re ba dumele mo go ene yo o tlaa tlang morago ga gagwe, e bong mo go Jesu.” E rile ba sena go utlwa jalo, ba kolobediwa mo ineng la Morena Jesu.

Acts 19:18

Le gone ba le bantsi ba bone ba ba dumetseng ba tla, ba ipolela, ba kakanya ditiro tsa bone.

Acts 20:21

Ke supetsa Bajuta le Bagerika tlhabologelo Modimong, le tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete.

Acts 20:28

Lo itise, lo bo lo dise letsomane lotlhe, le Mowa o o Boitshepo o lo dirileng baokami ba lone, gore lo otle phuthego ya Modimo e o e rekileng ka madi a one.

Acts 22:16

Jaana o diegelang? Nanoga, o kolobediwe, o itlhapise dibe, ka go bitsa leina la gagwe.’

Acts 26:18

O ya go ba budulola matlho, gore ba tswe mo lefifing, ba sokologele mo leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba sokologele mo Modimong, gore ba bone boitshwarelo jwa dibe, le boswa mo go ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’

Acts 28:28

“Ke gone, a go itsiwe ke lona fa poloka e ya Modimo e isitswe kwa go Baditšhaba; ba bile ba tlaa utlwa.”

Romans 1:16

Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo; gonne ke one thata ya Modimo e e isang polokong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang, pele mo Mojuteng, le mo go ene Mogerika.

Romans 1:28-32

Fela jaaka ba ganne ba re, a Modimo o se nne mo kitsong ya bone, Modimo o ba lesitse ba ineela pelo e e manyelo fela, ba dira dilo tse di sa tshwanelang: Ba tlala tshiamololo yotlhe, le boikepo, le boiphetlho, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshetlha, le polao, le kgang, le tsietso, le pateletso. Ke balomatsebe, le basebi, le baila Modimo, le baikgantshi, le batlhoka mafoko, le babelafadi, le basimolodi ba dilo tse di bosula, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone. E le ba ba se nang tlhaloganyo, le batlodi ba dikgolagano, e le ba ba se nang lorato lo e leng lwa batho, e le ba ba se nang boutlwelobotlhoko. Ba, le fa ba itse molao wa Modimo o o reng, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanetse go swa, ba bo ba ntse ba di dira fela, le gone ba dumalane le ba ba di dirang.

Romans 2:2-11

Re a itse fa tshekiso ya Modimo mo go ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo e le ka fa boammaaruring. Motho ke wena yo o sekisang ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, tse le wena o di dirang, a o itlhoma gore o tlaa falola mo tshekisong ya Modimo? Kgotsa a o nyatsa letlotlo la molemo, le la boiphapaanyo, le la bopelotelele jwa one, o sa itse fa molemo wa Modimo o go gogela kwa boikwatlhaong? O re o le logwadi, o le pelo e e sa ikwatlhayeng, o ipeela bogale mo letsatsing la bogale le la tshenolo ya tshekiso e e siameng ya Modimo, o o tlaa nayang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe: Ke gore, ba ba batlang kgalalelo, le tlotlo, le bosaboleng, ba le pelotelele mo go direng molemo, o ba neye botshelo jo bo sa khutleng. Mo go ba ba ratang kgang, ba sa ineele mo boammaaruring, mme ba ineela mo tshiamololong, go tlaa nna bogale, le tšhakgalo, le pitlagano, le tlalelo e e mahehe, e bong mo mothong mongwe le mongwe yo o dirang bosula; mo Mojuteng pele, le gone mo Mogerikeng. A go nne kgalalelo le tlotlo mo mothong mongwe le mongwe yo o dirang molemo; mo Mojuteng pele, le gone mo Mogerikeng; gonne mo Modimong ga go na go tlhokomela bomangmang jwa batho.

Romans 2:16

e bong mo tsatsing le Modimo o tlaa atlholang masaitsiweng a batho ka lone, ka Jesu Keresete, ka fa thutong ya me.

Romans 3:10-11

jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela; ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo;

Romans 3:18-19

“Ga go na poifo epe ya Modimo fa pele ga matlho a bone.” Jaana re a itse fa dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le ba ba fa tlase ga molao; gore molomo mongwe le mongwe o thibale, le gore lefatshe lotlhe le bewe mo tshekisong ya Modimo.

Romans 3:20

Gonne ga go nama epe e e tlaa siamisiwang mo matlhong a one ka ditiro tsa molao; gonne kitso ya boleo e tla ka molao.

Romans 3:23-25

Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo; mme ba siamisiwa fela ka tshegofatso ya one, ka ntlha ya thekololo e e mo go Keresete Jesu; yo Modimo o mmeileng go nna seletlanyo, ka tumelo, ka madi a gagwe, gore a supe tshiamo ya one, ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng gale, ka boiphapaanyo jwa Modimo.

Romans 3:28

Ke gone re re, motho o siamisiwa ka tumelo, kwa ntle ga ditiro tsa molao.

Romans 4:7

“Go sego ba maleo a bone a itshwaretsweng, le ba dibe tsa bone di bipilweng.

Romans 4:25

yo o neng a neelwa losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, mme a tsosediwa tshiamiso ya rona.

Romans 5:1-5

Ke gone, e re ka re siamisitswe ka tumelo, a re nneng le kagiso mo Modimong ka Morena wa rona Jesu Keresete; yo re bileng re bonye ka ene go tsena ka tumelo mo tshegofatsong e re emeng mo go yone; a re itumeleng mo tsholofelong ya kgalalelo ya Modimo. E seng gone gosi, mme a re itumeleng le mo dipitlaganong tsa rona; ka re itse fa pitlagano e tle e tsose pelotelele; mme pelotelele e tsose boiteko; mme boiteko bo tsose tsholofelo; mme tsholofelo ga e tlhabise ditlhong; gonne lorato lwa Modimo lo thelegetse mo pelong tsa rona ka Mowa o o Boitshepo o re o neilweng.

Romans 5:8-11

Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. Fa e le foo, bogolo thata re tlaa gololwa mo bogaleng jwa Modimo ka ene, ka jaana re siamisitswe ka madi a gagwe. Gonne fa e rile re sa ntse re le baba ra letlanngwa le Modimo ka loso lwa Morwa wa one, bogolo thata re tlaa bolokwa ka botshelo jwa gagwe, ka re setse re letlantswe; ga se gone gotlhe; le gone re itumela mo Modimong ka Morena wa rona Jesu Keresete, yo gompieno re setseng re bonye tetlanyo ka ene.

Romans 5:20-21

Le gone gape molao o tsenye gore tlolo e tote; mme kwa tlolo e totileng teng, tshegofatso ya tota bogolo thatathata teng; e le gore, jaaka boleo bo busitse mo losong, le yone tshegofatso e tle e buse ka tshiamo go isa botshelong jo bo sa khutleng, ka Jesu Keresete Morena wa rona.

Romans 6:1-3

Jalo, re tlaa reng? A re tlaa tswelela pele mo boleong, gore tshegofatso e tle e tote? A go se tualo, rona ba re kileng ra swa ka ga boleo, re tlaa nna re tshela jang mo go jona? Kgotsa a ga lo itse fa rona ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe?

Romans 6:4-7

Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo. Gonne fa re patagantswe nae ka tshwano ya loso lwa gagwe, re tlaa nna jalo le ka tshwano ya go tsoga ga gagwe; ka re itse mo, gore botho jwa rona jwa bogologolo bo bapotswe nae, gore mmele wa boleo o nyelediwe, le gore re se ka ra tlhola re le mo kgolegong ya boleo; gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo.

Romans 6:7-11

gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo. Fa re kile ra swa le Keresete, re a dumela fa le gone re tlaa tshela nae; ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene. Gonne loso lo o lo suleng, a lo swela ruri gangwe fela ka ga boleo; mme botshelo jo o bo tshedileng, o bo tshelela Modimo. Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu.

Romans 6:11-14

Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu. Ke gone, a boleo bo se laole mo mmeleng wa lona o o nang le go swa, go ba lo tla lwa utlwa dithato tsa lone; le gone lo se ka lwa neela boleo ditokololo tsa lona go nna dilo tse di dirang tshiamololo; mme lo ineele mo Modimong, lo le batshedi ba lo duleng mo baswing, le ditokololo tsa lona, gore e nne dilo tse di dirang tshiamo mo Modimong. Gonne boleo ga bo ketla bo nna le taolo mo go lona; ka gobo ga lo mo thateng ya molao, lo mo thateng ya tshegofatso.

Romans 6:17-19

A go lebogwe Modimo, gonne le fa lo kile lwa ne lo le batlhanka ba boleo, lwa tla lwa nna ba ba utlwang ka pelo mokgwa wa thuto e lo e neetsweng; mme e rile ka lo golotswe mo boleong, lwa tla lwa nna batlhanka ba tshiamo. Ke bua ka fa mokgweng wa batho, ka ntlha ya thetelelo ya nama ya lona, gonne jaaka lo kile lwa ntsha ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba leswe, le ba boikepo jo bo isang boikepong; go ntse jalo gompieno, ntshang ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba tshiamo e e isang boitshepisong.

Romans 6:22-23

Jaana ka lo golotswe mo boleong, mme lo dule batlhanka ba Modimo, loungo lwa lona lo isa boitshepisong, mme bokhutlo ke botshelo jo bo sa khutleng. Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

Romans 7:5-6

Gonne e rile re le mo nameng, dithato tsa boleo, tse di neng di ntse ka molao, tsa dira mo ditokololong tsa rona go ungwela loso. Jaanong re golotswe mo molaong, ka re sule ka ga se re neng re golegilwe ke sone; jalo re direla Modimo ka boša jwa mowa, e seng ka bogologolo jwa ditlhaka tsa lokwalo.

Romans 7:8

Boleo, e rile ka bo bona kgoro ka taolo, jwa tsosa mo go nna mekgwa yotlhe ya go iphetlha; gonne kwa ntle ga molao boleo bo sule.

Romans 7:14-20

Gonne re a itse fa molao e le wa semowa; mme nna ke wa senama, ke bapaditswe mo thateng ya boleo. Gonne se ke se dirang ga ke se itse: ka gobo se ke se ratang, ga se se ke se dirang; mme se ke se ilang, ke sone se ke se dirang. Mme fa se ke sa se rateng e le sone se ke se dirang, ke bo ke dumela molao fa o le molemo. Jalo e be e sa tlhole e le nna yo ke se dirang, e le boleo jo bo agileng mo go nna. Gonne ke a itse fa go sa aga sepe se se molemo mo go nna, ke go re mo nameng ya me; gonne go rata go bo go le mo go nna, mme go dira se se molemo ga go yo. Gonne molemo o ke o ratang, ga ke o dire; mme bosula jo ke sa bo rateng, ke jone ke bo dirang. Mme fa se ke sa se rateng e le sone se ke se dirang, ga e tlhole e le nna yo ke se dirang, mme ke boleo jo bo agileng mo go nna.

Romans 7:21-25

Jalo, ke fitlhela go le molao wa go re, mo go nna yo ke ratang go dira molemo, bosula boo bo ntse bo le teng. Gonne ke natefelwa ke molao wa Modimo ka fa bothong jwa ka fa teng; mme ke fitlhela molao o sele mo ditokololong tsa me, o o tlhabanang le molao wa pelo ya me, mme o ntsenya mo kgolegong ya molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me. A motho wa mogolo nna! E mang yo o tlaa nkgololang mo mmeleng wa loso lo? Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona. Jalo yo e leng nna, ke direla molao wa Modimo ka pelo; mme ke direla molao wa boleo ka nama.

Romans 8:1-8

Ke gone jaanong go se nang tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu. Gonne molao wa Mowa wa botshelo mo go Keresete Jesu, o nkgolotse mo molaong wa boleo le wa loso. Gonne se molao o ne o retelelwa ke go se dira, ka gobo o le bokoa ka fa nameng, Modimo wa sekisa boleo mo nameng ka go roma Morwa wa one a le mo tshwanong ya nama e e leofang, a bile a le setlhabelelo sa boleo; gore se molao o se lopang se tle se dirafale mo go rona, ba re sa tsamayeng ka fa nameng, mme e le ka fa Moweng. Gonne ba ba leng ka fa nameng ba tlhokometse dilo tsa nama; mme ba ba ka fa Moweng ba tlhokometse dilo tsa Mowa. Gonne maikutlo a nama ke loso, mme maikutlo a Mowa ke botshelo le kagiso; ka maikutlo a nama e le go nna bobaba le Modimo; gonne ga a laolwe ke molao wa Modimo, le gone go bo go sa ka ke ga nna jalo. Ba ba mo nameng ga ba ka ke ba kgatlha Modimo.

Romans 8:9-11

Lona, ga lo mo nameng, mme lo mo Moweng; ke raya fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona. Fa motho le fa e le mang a se na Mowa wa ga Keresete, ene ga se wa gagwe ka gope. Mme fa Keresete a le mo go lona, mmele o sule ka ntlha ya boleo; mme mowa o tshedile ka ntlha ya tshiamo. Fa Mowa wa one o o tsositseng Jesu mo baswing, o agile mo go lona, one o o tsositseng Keresete Jesu mo baswing, o tlaa rudisa le yone mebele ya lona e e nang le go swa, ka Mowa wa one o o agileng mo go lona.

Romans 8:12-17

Jalo bakaulengwe, re golegilwe, e seng ke nama, e se gore re tshele ka fa nameng; gonne fa lo tshela ka fa nameng, lo na le go swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka Mowa, lo tlaa tshela. Gonne botlhe ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo, ke bana ba Modimo. Gonne ga lo a amogela Mowa wa botlhanka go tla lo boifa gape; mme lo amogetse mowa wa bongwana, o re bitsang ka one re re: “Aba,” ke go re: “Rara.” Mowa ka osi o supa le mowa wa rona fa re le bana ba Modimo. Mme fa re le bana, foo re baruaboswa; re baruaboswa ba Modimo, re baruaboswa mmogo le Keresete; ke raya fa re bogisiwa nae, gore le gone re tle re galalediwe nae.

Romans 8:18-19

Gonne ke kaya fa dipogiso tsa motlha ono di sa tshwanela go tshwantshiwa le kgalalelo e re tlaa e senolelwang. Gonne tlhologelelo ya lobopo e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo.

Romans 8:32-37

One o o se kang wa rekegela yo e leng Morwa wa one, wa mo neelela rona rotlhe losong, ana o tlaa tlhoka jang go re naya fela dilo tsotlhe nae? Ba Modimo o ba itshenketseng, ke mang yo o tlaa ba bayang molato? Modimo ke one o o siamisang; ke mang yo o tlaa sekisang? Keresete Jesu ke ene yo o ne a swa, ee, bogolo ke ene yo o tsositsweng mo baswing, yo o ka fa letsogong le legolo la Modimo, yo o bileng a re rapelelang. Mang yo o tlaa re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke pitlagano, kgotsa tlalelo e e mahehe, kgotsa pogiso, kgotsa tlala, kgotsa bosaikategang, kgotsa poitshego, kgotsa tšhaka? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Re tlhola re bolawa ka ntlha ya gago; re kaiwa dinku tse di tlhajwang fela.” Nnyaa, mo dilong tsotlhe tse re gaisa bafenyi ka ene yo o re ratileng.

Romans 9:15-16

Gonne o reile Moše wa re: “Ke tlaa utlwela botlhoko yo ke mo utlwelang botlhoko, ke tlaa tlhomogela pelo yo ke mo tlhomogelang pelo.” Jalo ga se ga yo o ikaelelang, le fa e le ga yo o sianang, fa e se ga Modimo o o utlwelang botlhoko.

Romans 10:3-4

Gonne e rile ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, mme ba senka go tlhomamisa e e leng ya bone, ga ba a ka ba ineela mo tshiamong ya Modimo. Gonne Keresete ke bowelo jwa molao, go isa tshiamong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang.

Romans 10:9-13

la go re: Fa o tlaa ipolela ka molomo fa Jesu e le Morena, o ba o dumela mo pelong ya gago fa Modimo o mo tsositse mo losong, o tlaa bolokwa. Gonne motho o dumela ka pelo go isa tshiamong; mme boipolelo bo dirwa ka molomo go isa polokong. Gonne lokwalo lwa re: “Le fa e le mang yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.” Gonne ga go na pharologano ya Mojuta le Mogerika; ka gobo yo e leng Morena, ke Morena wa botlhe, o bile o humetse botlhe ba ba mmitsang. Gonne ga twe: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.”

Romans 10:17

Jalo tumelo e tswa mo go utlweng, mme go utlwa go tle ka lefoko la ga Keresete.

Romans 11:4-5

Mme phetolo ya Modimo e mo reile ya reng? Ya re: “Ke itshadiseditse banna ba le 7 000, ba ba sa khubamelang Baale.” Go ntse jalo le gompieno go na le masalela ka fa boitshenkelong jwa tshegofatso.

Romans 11:21-22

gonne fa Modimo o se ka wa rekegela dikala tse e leng tsa tlholego, le wena ga o ketla o go rekegela. A ko o bone bopelonomi le bopeloethata jwa Modimo; mo go ba ba oleng ke bopeloethata; mme mo go wena, ke bopelonomi jwa Modimo, fa o tswelela pele mo bopelonoming jwa one; fa go sa nna jalo, le wena o tlaa amololwa.

Romans 11:27

Eo ke yone kgolagano ya me nabo, mogang ke tlosang dibe tsa bone.

Romans 12:1-2

Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng. Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.

Romans 12:21

Lo se ka lwa fenngwa ke bosula, mme fenyang bosula ka molemo.

Romans 13:11

Ke bua jaana ka lo itse motlha, fa jaana e setse e le lobaka lwa lona lwa go tsoga mo borokong; gonne gompieno poloko e re atametse bogolo go jale ka re simolola go dumela.

Romans 13:14

Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.

Romans 14:10-12

Mme wena, ana o sekisetsang wa gaeno? E bile o nyaletsang wa gaeno e ntse e le wena fela? Gonne rotlhe re tlaa ema fa pele ga senno sa tshekelo sa Modimo. Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.” Ke gone jalo, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.

Romans 15:13

Jaana a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo le kagiso mo go dumeleng, gore lo totafalele mo tsholofelong, ka thata ya Mowa o o Boitshepo.

1 Corinthians 1:8

yo o bileng a tlaa lo tlhomamiseletsa le kwa bokhutlong, gore lo nne lo se na ka fa lo ka nyadiwang ka teng mo letsatsing la Morena wa rona Jesu Keresete.

1 Corinthians 1:18

Gonne lefoko la mokgoro ke dinyana mo go ba ba senyegang; mme mo go rona ba re bolokwang, ke nonofo ya Modimo.

1 Corinthians 1:29-30

gore go se ka ga ikgantsha nama epe fa pele ga Modimo. Mme lona lo ba one mo go Keresete Jesu, yo o re diretsweng botlhale jo bo tswang Modimong, le tshiamo, le boitshepiso, le thekololo;

1 Corinthians 3:16-17

A ga lo itse fa lo le tempele ya Modimo, le gone fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona? Fa motho le fa e le mang a senya tempele ya Modimo, le ene Modimo o tlaa mo senya; gonne tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yone.

1 Corinthians 5:11-13

Mme gompieno ke lo kwalela gore e tle e re fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le moakafadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re yo o ntseng jalo, nnyaa, lo se ka lwa tlwaelana nae le fa e le go ja nae. Gonne ke dirang ka go sekisa ba ba kwa ntle? A ga lo sekise ba ba mo teng? E tswa ba ba kwa ntle bone Modimo o a ba sekisa. Tlosang motho yo o bosula mo gare ga lona.

1 Corinthians 6:9-11

Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.

1 Corinthians 6:18-20

Tshabang boaka. Boleo jotlhe jo motho o bo dirang bo kwa ntle ga mmele; yo o dirang boaka o leofela mmele wa gagwe. Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona; gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa, ke gone galaletsang Modimo mo mmeleng wa lona.

1 Corinthians 7:19

Go rupa ga se sepe, le go tlhoka go rupa ga se sepe, fa e se go tshegetsa ditaolo tsa Modimo go le gosi fela.

1 Corinthians 7:23

Lo rekilwe ka tlhwatlhwa; lo se ka lwa tswa batlhanka ba batho.

1 Corinthians 10:8-12

Le gone a re se direng boaka, jaaka bangwe ba bone ba kile ba dira, mme ba swa ka letsatsi le le lengwe fela, ba le 23 000. Le gone a re se lekeng Morena, jaaka bangwe ba bone ba kile ba mo leka, mme ba bolawa ke dinoga. Le gone lo se ka lwa ngongorega, jaaka bangwe ba bone ba kile ba ngongorega, mme ba nyelediwa ke mosenyi. Jaana dilo tse, di ba dirafaletse ka mokgwa wa sekaelo; mme tsa kwalwa gore di nne tlhagiso mo go rona, ba dikhutlo tsa metlha di wetseng mo go rona. Ke gone yo o gopolang gore o eme, a itise gore a se ka a wa.

1 Corinthians 10:13

Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela.

1 Corinthians 12:13

Rotlhe re kolobeleditswe mmele o le mongwe fela mo Moweng o le mongwe fela, le fa re le Bajuta kgotsa Bagerika, le fa re le bagolegwi kgotsa bagololesegi; rotlhe ra nosiwa Mowa o le mongwe fela.

1 Corinthians 15:3-4

Gonne e rile pelepele ka lo neela mo le nna ke go amogetseng, e bong gore Keresete o swetse dibe tsa rona ka fa dikwalong; le gore, o ne a fitlhwa; le gore, o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa dikwalong;

1 Corinthians 15:33-34

Lo se ka lwa tsietsega: “Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.” Tsitsibogelang kwa tshiamong, mme se leofeng; gonne bangwe ga ba na kitso ya Modimo; mo, ke go bua go lo tlhabisa ditlhong.

1 Corinthians 15:56

Lobelela lwa loso ke boleo; mme thata ya boleo ke molao.

2 Corinthians 4:3-4

Le gale fa Mafoko a a Molemo a rona a siregile, a siregetse bone ba ba swang; mo go ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumelang, gore lesedi la Mafoko a a Molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela.

2 Corinthians 4:10-11

re ntse re tsamaya re rwele go swa ga Jesu mo mmeleng ka gale, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo mmeleng wa rona. Gonne rona ba re tshelang re a bo re ntse re neelwa loso ka ntlha ya ga Jesu, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo nameng ya rona e e swang.

2 Corinthians 4:17-18

gonne pitlagano ya rona e e motlhofo, e e emeng ka lobakanyana lwa gompieno fela, e re direla segolo se segolo se se feteletseng, sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo; ka re sa lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng; gonne dilo tse di bonalang ke tsa lobaka lono fela; mme dilo tse di sa bonaleng ke tsa bosaengkae.

2 Corinthians 5:10

Gonne rotlhe re na le go bonadiwa fa pele ga senno sa tshekelo sa ga Keresete, gore mongwe le mongwe a amogele dilo tse di dirilweng mo mmeleng, ka fa o dirileng ka teng, gongwe e le molemo, gongwe e le bosula.

2 Corinthians 5:15

Mme a swela botlhe, gore ba ba tshelang ba se tlhole ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o suleng a ba a tsoga ka ntlha ya bone.

2 Corinthians 5:17

Ke gone, fa motho a le mo go Keresete, o a ba a le sebopiwa se seša; dilo tsa bogologolo di fetile; bonang, di ntse dintšha.

2 Corinthians 5:20-21

Ke gone, re barongwa mo boemong jwa ga Keresete, go tshwana jaaka e kete Modimo o rapela ka rona. Re a lo rapela mo boemong jwa ga Keresete, ra re, lo letlane le Modimo. Ene yo o ne a sa itse boleo bope, o mo dirile go nna boleo mo boemong jwa rona; gore rona re nne tshiamo ya Modimo mo go ene.

2 Corinthians 6:2

Gonne wa re: “Ke go utlwile mo motlheng o o lebosegang, le mo letsatsing la poloko ka go thusa.” Bona, jaanong ke motlha o o lebosegang; bona, jaanong ke letsatsi la poloko.

2 Corinthians 6:14

Se pataganeleng jokwe le ba ba sa dumeleng, e le mo go sa lekalekaneng; gonne tshiamo e na le bolekane bofe le tshiamololo? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi?

2 Corinthians 6:17-18

Ke gone: “Tswang mo gare ga bone, lo lomologane,” go bua Morena, “lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; mme ke tlaa lo amogela.” “Ke tlaa nna Rraalona, mme lo tlaa nna bomorwaake le bomorwadiake, go bua Morena Mothatayotlhe.”

2 Corinthians 7:1

Baratwa, e re ka re na le dipolelo tse tsa tsholofetso, a re itshekiseng mo maitshekologong otlhe, a nama le a mowa, re itekaneditse boitshepo mo go boifeng Modimo.

2 Corinthians 7:9-11

Jaanong ke a itumela, e seng ka gobo lo kile lwa hutsafadiwa, mme e le ka gobo lo hutsafaditswe lwa ba lwa ikwatlhaya; gonne lo hutsafaditswe ka fa mokgweng o o tshwanetseng poifomodimo, gore lo se ka lwa bona tatlhego ka rona mo go sepe. Gonne bohutsana jo bo tshwanetseng poifomodimo bo tsosa boikwatlhao jo bo isang polokong, e le boikwatlhao jo bo sa ikwatlhaelweng; mme bohutsana jwa lefatshe bo goga loso. Gonne bonang selo seo ka sosi, ke raya jaaka lo hutsafadiwa ka fa mokgweng o o tshwanetseng poifomodimo, ga tsosa ikelotlhoko e le kgolo jang mo go lona, ee, le go itlosa molato, ee, le tšhakgalo, ee, le poifo, ee, le tlhologelelo, ee, le tlhoafalo, ee, le go ipusolosa! Lo itshupile gotlhe fa lo itshekile ka ga selo se.

2 Corinthians 9:13

ka e re ka ba bona lo lekilwe ka tirelo e, bo ba galaletsa Modimo ka ga kutlo ya boipolelo jwa lona mo Mafokong a a Molemo a ga Keresete, le ka ga mpho e kgolo e lo e ntshetsang bone le botlhe fela;

2 Corinthians 12:20-21

Gonne ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, fa ke fitlha, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka nka bo ke rata; mme le nna ka fitlhelwa ke ntse ka fa lo sa rateng ka teng; ka re e se re kgotsa motlha mongwe ga nna kgang, le lefufa, le magale, le dikgaogano, le ditshebo, le go loma tsebe, le dipudulogo, le dikhuduego; ka re, e tle e re kgotsa fa ke fitlha gape, Modimo wa me wa nkokobetsa fa pele ga lona, mme ka lelela ba le bantsi ba bone ba ba leofileng gale, ba se ka ba ikwatlhaela bomaswe, le boaka, le bopepe, bo ba di dirileng.

2 Corinthians 13:5

Itekeng ka losi bo lo mo tumelong; itlhotlhomiseng ruri. Kgotsa a ga lo ikitse fa Jesu Keresete a le mo go lona? Ke raya fa lo se batlhobogwi.

Galatians 2:16

le fa go ntse jalo, re ntse re itse fa motho a sa siamisiwe ka ditiro tsa molao, fa e se ka tumelo mo go Jesu Keresete, le rona ra dumela mo go Keresete Jesu, gore re siamisiwe ka tumelo mo go Keresete, e seng ka ditiro tsa molao; gonne ga go motho ope yo o ka siamisiwang ka ditiro tsa molao.

Galatians 2:20

Ke bapotswe le Keresete; le fa go ntse jalo ke tshedile; le fa go ntse jalo e be e sa tlhole e le nna, mme ke Keresete o tshedileng mo go nna; botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, ke bo tshelela mo tumelong, e bong tumelo e e mo go Morwa Modimo, yo o nthatileng, a ba a intshetsa nna.

Galatians 3:13

Keresete o re rekolotse mo phutsong ya molao, ka a diregile phutsego mo boemong jwa rona; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsegile mongwe le mongwe yo o pegilweng mo setlhareng.”

Galatians 3:24

Jalo molao e ne e ntse e le mogoga banyana mo go rona, go re gogela kwa go Keresete, gore re siamisiwe ka tumelo.

Galatians 3:27

Gonne lotlhe ba lo kolobeditsweng mo go Keresete, lo apere Keresete.

Galatians 4:4-5

mme e rile motlha o o tletseng o fitlha, Modimo wa roma Morwa one, a belegwe ke mosadi, a tsholetswe mo molaong, gore a rekolole ba ba mo molaong, gore re tle re newe boemo jwa bongwana.

Galatians 5:16-18

Ka re, sepelang ka Mowa, mme ga lo ketla lo dirafatsa thato ya nama. Gonne dithato tsa nama di tlhabana le Mowa, le Mowa o tlhabana le nama; gonne dilo tse di a tlhabana; e le gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang fela. Fa lo gogwa ke Mowa, lo bo lo se fa tlase ga molao.

Galatians 5:19-21

Jaana ditiro tsa nama di a bonala, tse e leng boaka le bomaswe, le bopepe, le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo; ke lo tlhagisa ka ga tsone, fela jaaka nkile ka lo tlhagisa, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.

Galatians 5:22-23

Mme loungo lwa Mowa ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo, le boingotlo, le boikgapo; dilo tse, ga di angwe ke molao ope.

Galatians 5:24-25

Mme ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama, le dikgotelo le dithato tsa yone. Fa re tshela ka Mowa, le gone a re sepeleng ka Mowa.

Galatians 6:7-8

Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.

Galatians 6:15

Gonne go le bogwera ga se sepe, go le bokgola ga se sepe, fa e se sebopiwa se seša fela.

Ephesians 1:3-8

A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o re segofaditseng ka masego otlhe a semowa mo mannong a sele godimo mo go Keresete. Fela jaaka o sa le o re itshenkela mo go ene pele ga motheo wa lefatshe, gore re nne boitshepo le botlhoka bogole fa pele ga one mo loratong, ka o re laoletse gale, gore re bone boemo jwa bongwana ka Jesu Keresete, ka fa go rateng ga one, gore re nne pako ya kgalalelo ya tshegofatso ya one, e o e re neileng fela mo go ene Moratwi. Re na le thekololo ya rona mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, ka fa dikhumong tsa tshegofatso ya one, e o e re totiseditseng ka botlhale jotlhe le matsetseleko.

Ephesians 1:11-14

Le rona re bileng ra dirwa boswa mo go ene, ka re go laoletswe gale ka fa boikaelelong jwa one o o dirang dilo tsotlhe ka fa kgakololong ya go rata ga one; gore re nne pako ya kgalalelo ya one, e bong rona ba re ntseng re solofetse mo go Keresete gale. Le lona ka lo utlwile lefoko la boammaaruri, e bong Mafoko a a Molemo a poloko ya lona, ka re, yo e rileng ka lo bile lo dumetse mo go ene, lwa kanelwa mo go ene ka Mowa o o Boitshepo wa polelo ya tsholofetso, se e leng sebeelelo sa boswa jwa rona, go isa thekololong ya boswa jo e leng jwa Modimo, go isa pakong ya kgalalelo ya one.

Ephesians 2:1-10

Le lona o lo rudisitse, jale ka lo ne lo sule ka ditlolo tsa lona le dibe, tse e rileng gale lwa sepela mo go tsone ka fa mokgweng wa lefatshe leno, ka fa taolong ya kgosana ya thata ya loapi, ya mowa o gompieno o dirang mo baneng ba ba kgopo. Le rona rotlhe re kile ra tshela nabo mo dithatong tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama le tsa megopolo, mme mo tlholegong ya rona re le bana ba re tshwanetseng bogale, fela jaaka ba bangwe. Mme Modimo, ka o humile boutlwelobotlhoko, le ka ntlha ya lorato lo logolo lwa one, lo o re ratileng ka lone, le fa re ne re sule ka ditlolo tsa rona; wa re rudisa mmogo le Keresete – lo bolokilwe ka tshegofatso – wa re tsosa nae, wa re dudisa nae mo mannong a selegodimo, mo go Keresete Jesu; gore e tle e re mo metlheng e e tlang o bo o supe dikhumo tse dikgolo tse di feteletseng tsa tshegofatso ya one ka bopelonomi ntlheng ya rona mo go Keresete Jesu. Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo; go sa tswe mo ditirong, gore go se nne motho ope yo o tlaa ipelafatsang. Gonne re tiro ya one, re bopetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di baakantseng gale gore re sepele mo go tsone.

Ephesians 4:22-24

Ke go re, ka ga mokgwa wa botshelo jwa lona jwa gale, lo apole motho wa bogologolo, yo o bolang ka fa dithatong tsa tsietso; le go re, lo šafadiwe mo moweng wa pelo tsa lona. Lo apare motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo boitshepong jwa boammaaruri.

Ephesians 4:30

Lo se ka lwa hutsafatsa Mowa o o Boitshepo wa Modimo, o lo kaneletsweng letsatsi la thekololo ka one.

Ephesians 4:32

Lo nne pelonomi mongwe mo go yo mongwe le pelonamagadi, lo itshwarelane fela jaaka Modimo le one o itshwaretse lona mo go Keresete.

Ephesians 5:3-6

Mme boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi; le fa e le matlhapa, le fa e le puo ya dinyana, le fa e le dinyao, tse e leng dilo tse di sa tshwanelang; mme bogolo go ntshiwe malebogo. Gonne mo lo a itse ka tlhomamo, fa go se seaka, le fa e le motho yo o maswe, le fa e le moiphetlhi, yo e leng moobamedi wa medimo ya disetwa, yo o ka nnang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo. A motho ope a se ka a lo tsietsa ka mafoko a a lolea fela, gonne bogale jwa Modimo bo tla mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone dilo tseo.

Ephesians 5:26-27

gore a e itshepise a sena go e tlhapisa ka tlhapiso ya metsi ka lefoko. Gore a tle a ineye phuthego, e le e e galalelang, e e se nang selabe le fa e le khuano, le fa e le sepe se se ka nang jalo; fa e se gore e nne boitshepo le botlhoka bogole.

Philippians 1:6

Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa e sweletsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete;

Philippians 1:20-21

Ka fa tebelelong ya me e e thata, le tsholofelo ya gore, ga nketla ke tlhabisiwa ditlhong ke sepe, fa e se gore, jaaka gale, le gompieno, Keresete o tlaa godisiwa mo mmeleng wa me, le fa e ka ne e le ka botshelo, le fa e ka ne e le ka loso. Gonne mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo.

Philippians 1:29

Gonne lona lo neilwe ka ga Keresete, e seng go dumela mo go ene go le gosi, mme le gone go utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gagwe,

Philippians 2:12

Jalo, barutwa ba me, fela jaaka lo ntse lo utlwa gale, e seng kwa ke leng gone go le gosi, mme bogolo thata gompieno ke seyo, lo itireleng poloko ka losi, ka poifo le ka thoromo;

Philippians 3:3

Gonne bogwera ke rona ba re obamang ka Mowa wa Modimo, re ipelafatsa ka Keresete Jesu, re bile re se na boikanyo bope mo nameng.

Philippians 3:18-21

Gonne batho bantsi ba sepela e le baba ba mokgoro wa ga Keresete, e le ba ke ba lo boleletseng gantsi, mme gompieno ke lo bolelela fela ka go lela; ke ba bokhutlo jwa bone e leng tatlhego, ke ba modimo wa bone e leng mpa fela, le ba boipelafatso jwa bone e leng ditiro tsa bone, ke ba ba tlhokometseng dilo tsa selefatshe. Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete; yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

Philippians 4:13

Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang.

Colossians 1:13-14

yo o re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one; yo re nang le thekololo ya rona mo go ene, e bong boitshwarelo jwa dibe tsa rona.

Colossians 1:21-22

Le lona, ka e rile mo motlheng o o fetileng lwa bo lo ikgogonne lo le baba mo pelong tsa lona, mo tirong tsa lona tse di bosula, le fa go ntse jalo jaanong, o lo letlile mo mmeleng wa gagwe wa senama, ka loso, gore a tle a lo beye fa pele ga gagwe lo le boitshepo, lo se na selabe, lo se na bonyadio;

Colossians 2:11-13

Yo lo bileng lo rupisitswe mo go ene ka thupiso e e sa dirwang ka diatla, e bong mo go apoleng mmele wa senama, mo thupisong ya ga Keresete; ka lo kile lwa fitlhwa nae mo kolobetsong, mo le gone lo tsositsweng nae mo go yone ka tumelo mo go direng ga Modimo, o o mo tsositseng mo baswing. Mme lona, ka lo ne lo sule ka ntlha ya ditlolo tsa lona, le ka go tlhoka go rupisiwa ga nama ya lona, ka re, lona, o lo rudisitse nae, ka o re itshwaretse ditlolo tsotlhe tsa rona;

Colossians 3:2-4

Tlhomang mogopolo wa lona mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng. Gonne lo kile lwa swa, mme botshelo jwa lona bo fitlhilwe le Keresete mo Modimong. Mogang Keresete, yo e leng botshelo jwa rona, o tlaa bonalang, foo le lona lo tlaa bonala nae mo kgalalelong.

Colossians 3:5-9

Ke gone, bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa; e le dilo tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone; tse le lona lo kileng lwa tsamaya mo go tsone jale, ka lo tshelela mo go tsone dilo tseo. Mme jaanong, le lona lo latlhe dilo tse tsotlhe fela; e bong bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa botlhabisa ditlhong; lo di tlose mo melomong ya lona. Se akalaneng; ka lo apotse motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe;

Colossians 3:12-14

Ke gone, jaaka ba ba itshenketsweng ke Modimo, jaaka ba ba itshepileng le ba ba rategang, lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele. Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe; fela jaaka Morena a lo itshwaretse, le lona lo dire fela jalo. Mme mo godimo ga dilo tsotlhe tse lo apare lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo.

Colossians 3:25

Gonne yo o dirang tshokamo o tlaa ba a bona ka fa tshokamong e o e dirileng; mme ga go na tlhaolo ya batho.

1 Thessalonians 3:13

gore a tle a tlhomamise dipelo tsa lona mo go senang molato, mo boitshepong fa pele ga Modimo le Rra wa rona, mo go tleng ga Morena wa rona Jesu, a tla le baitshepi botlhe ba gagwe.

1 Thessalonians 4:3-4

Gonne mo ke go rata ga Modimo, e bong boitshepiso jwa lona, ke gore, lo ithibe mo boakeng; gore mongwe le mongwe wa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nne mo boitshepong le mo tlotlong.

1 Thessalonians 5:9

Gonne Modimo ga o a re laolela bogale, fa e se gore re bone poloko ka Morena wa rona Jesu Keresete.

1 Thessalonians 5:21-23

mme lekang dilo tsotlhe; sone se se molemo lo se tshware thata; lo ithibe mo go sengwe le sengwe se se mo tshwanong ya bosula. A Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe fela; go le mewa ya lona, le dipelo tsa lona, le mebele ya lona, a go bolokwe go le mmogo, le ka go tlhoka molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete.

2 Thessalonians 2:13

Lona bagaetsho, baratwa ba Morena, re na le go leboga Modimo ka metlha yotlhe ka ga lona, ka Modimo o sa le o lo itshenkela mo tshimologong, gore lo bolokwe ka go itshepisiwa ke Mowa, le ka go dumela boammaaruri.

1 Timothy 1:9-10

a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho, le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng;

1 Timothy 1:15-16

Go boikanngo lefoko le, le bile le tshwanetse kamogelo yotlhe, le le reng, Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi; ba ke leng tlhogo mo go bone. Le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ntlha ya gore Jesu Keresete a bonatse bopelotelele jwa gagwe jotlhe mo go nna, ke le wa tlhogo, gore e nne sekao sa ba ba tlaa namang ba dumela mo go ene, go tla ba bona botshelo jo bo sa khutleng.

1 Timothy 2:4

o o ratang gore batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.

1 Timothy 2:5-6

Gonne go Modimo o le mongwe fela, go bile go motsereganyi le ene a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi, e bong Keresete Jesu, yo o intshitseng go nna thekololo ya botlhe; e le tshupo e e tlaa supiwang mo metlheng ya yone;

1 Timothy 4:1-2

Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo. Ka boitimokanyo jwa batho ba ba buang maaka, e le ba digakolodi tsa bone di ntseng jaaka e kete di fisitswe ka tshipi e e molelo;

1 Timothy 5:7

Le tsone dilo tse o di ba laolele, gore ba tle ba nne ba se na mokgobo.

1 Timothy 6:14

Ka re, o tshegetse taolo e ka mo go se nang selabe, le ka mo go se nang mokgobo, go ya go fitlha mo go bonatshegeng ga Morena wa rona Jesu Keresete;

2 Timothy 1:8-10

Ke gone, o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ga tshupo ya Morena wa rona, le fa e le ka ga me ke le mogolegwi wa gagwe, mme o itshokele bothata o na le Mafoko a a Molemo ka fa thateng ya Modimo; o o re bolokileng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, fa e se ka fa boikaelelong jwa one le tshegofatso, e re sa leng re e newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo. Jaanong go senotswe ke go bonala ga Mmoloki wa rona Keresete Jesu, yo o nyeleditseng loso, a baya botshelo le bosaboleng mo leseding ka Mafoko a a Molemo,

2 Timothy 2:10-12

Ke gone, ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya ba ba itshenketsweng, gore le bone ba amogele poloko e e mo go Keresete Jesu, le kgalalelo e e sa khutleng. Go boikanngo polelo e e reng: “Gonne fa re kile ra swa nae, le gone re tlaa tshela nae; fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola;

2 Timothy 2:19

Le fa go ntse jalo motheo o o nitameng wa Modimo o eme fela, ka o na le sekano se, go re: “Morena o itse ba e leng ba gagwe:” Le go re: “A mongwe le mongwe yo o umakang leina la Morena a kgaogane le tshiamololo.”

2 Timothy 2:24-26

Motlhanka wa Morena ga a a tshwanela go lwa, fa e se go nna bonolo fela mo go botlhe, a le setswerere go ruta, a le boiphapaanyo; a le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang; e tle e re kgotsa Modimo wa ba naya boikwatlhao jwa go fitlha mo kitsong ya boammaaruri. Ba itse go itshomola mo serung sa diabolo, ka ba gapetswe go rata ga Modimo ke motlhanka wa Morena.

2 Timothy 3:2-5

Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo.

2 Timothy 3:12

Ee, le botlhe ba ba ratang go tshela ka poifomodimo mo go Keresete Jesu ba tlaa bona pogiso.

2 Timothy 3:16-17

Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.

2 Timothy 4:8

Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnanyang mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.

2 Timothy 4:18

Morena o tlaa nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, o tlaa mpolokela go nkisa bogosing jwa gagwe jwa selegodimo; yo kgalalelo e ka kang ya nna go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

Titus 1:2

mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo, o o sa ka keng wa aka, o bo solofeditseng batho pele ga metlha e e se nang tshimologo;

Titus 2:11-14

Gonne tshegofatso ya Modimo e bonetse, e tlela batho botlhe poloko. E re ruta gore e tle e re re ntse re ikgaogantse le boikepo, le dithato tsa lefatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo, mo motlheng wa gompieno; re ntse re lebeletse tsholofelo ya letlhogonolo, le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo wa rona, le Moreboloki Jesu Keresete; yo o re intsheditseng gore a re rekolole mo tshiamololong yotlhe, le gore a intlafaletse batho ba ba tlaa nnang boswa jwa gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.

Titus 3:5

ya se ka ya nna ka ditiro tse di dirilweng, mo tshiamong tse rona ka rosi re di dirileng, mme wa re boloka ka fa kutlwelong botlhoko ya one, ka tlhapiso ya go tsalwa seša, le ka bošafatso jwa Mowa o o Boitshepo,

Titus 3:7

gore e tle e re re siamisitswe ka tshegofatso ya one, re bo re dirwa baruaboswa, ka fa tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng.

Hebrews 2:1-3

Ke gone, re tshwanetseng go tlhokomela segolo thata dilo tse di utlwilweng, e se re kgotsa ra di katogelela koo. Gonne fa lefoko le le builweng ka baengele le fitlhetswe le le tlhomamo, mme tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa, ga bona tuelo ya tefiso e e lekalekanyeng; ana rona re tlaa falola jang, fa re tlhokomologa poloko e e kalo? E e rileng e sena go bolelwa pele ka Morena, ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng.

Hebrews 2:18

Gonne e re ka ene ka esi a bogisegile ka a raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang.

Hebrews 3:12

Lo itise, bagaetsho, e se re kgotsa go bo go ka nna le mo go mongwe wa lona pelo e e bosula, e e sa dumeleng, ya go kgaogana le Modimo o o tshedileng.

Hebrews 3:13

Lo laane ka malatsi otlhe, ka go sa ntse go ka twe: “Gompieno,” gore ope wa lona a se ka a kgwaraladiwa ke tsietso ya boleo.

Hebrews 3:15

Ka go sa ntse go twe: “Gompieno, fa lo utlwa lentswe la one, se ikgwaralatseng pelo tsa lona jaaka mo kgakatsong.”

Hebrews 4:13-16

Ga go na sebopiwa sepe se se sa bonatshegeng mo matlhong a one; mme dilo tsotlhe di apogile, di senogile fa pele ga matlho a one o re nang le go dirana nao. Ke gone e re ka re na le moperesiti yo mogolo bogolo, yo o raletseng magodimo, e bong Jesu Morwa Modimo, a re tshegetseng boipolelo jwa one ka thata. Gonne moperesiti yo mogolo yo re nang nae, ga se yo o sa ka keng a angwa ke go utlwana le rona makoa a rona; mme ke yo o kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a se na boleo. Ke gone rona, a re atameleng setulo sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo, gore re tle re amogele boutlwelobotlhoko, re bone tshegofatso e e tlaa re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka one.

Hebrews 6:4-6

Gonne ka ga bone ba ba kileng ba bonesiwa, ba lekeletsa neo ya selegodimo, mme ba abelwa Mowa o o Boitshepo, mme ba lekeletsa lefoko le le molemo la Modimo, le dinonofo tsa motlha o o tlang, ka ba tlogile ba tenega; bao, go reteletse ruri go ba šafaletsa gape kwa boikwatlhaong, ka ba ipapolela Morwa Modimo seša, ba mo tlhabisa ditlhong mo ponatshegong.

Hebrews 7:25

Ke gone ka moo le gone o nonofileng go bolokela ruri ba ba atamelang Modimo ka ene, ka a ntse a tshedile ka metlha yotlhe go ba rapelela.

Hebrews 8:10

“Gonne e ke yone kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo,” go bua Jehofa; “ke tlaa tsenya melao ya me mo mogopolong wa bone, ke e kwala le mo pelong tsa bone; ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.

Hebrews 8:12

Gonne ke tlaa nna boutlwelobotlhoko ka ga ditshiamololo tsa bone le dibe tsa bone, ga nketla ke tlhola ke di gopola.”

Hebrews 9:12

le gone e seng ka madi a dipodi, le fa e le a dinamane, mme e le ka madi a gagwe ka esi; ya re a sena go dira thekololo e e emeng ka bosakhutleng, a tsenela ruri gangwe fela mo Felong ga Boitshepo.

Hebrews 9:15

Ene ke motsereganyi wa kgolagano e ntšha ka ntlha ya gone moo; gore e tle e re ka loso longwe lo dirafetse, lwa thekololo ya ditlolo tsa motlha wa kgolagano ya pele, bone ba ba biditsweng ba tle ba amogele polelo ya tsholofetso ya boswa jo bo sa khutleng.

Hebrews 9:22

Ka fa molaong, e kete nka re dilo tsotlhe di ntlafadiwa ka madi; mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo.

Hebrews 9:27-28

Mme e re ka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, kwa morago go bo go tla tsheko, jalo le ene Keresete, ka a isitswe setlhabelo gangwe fela, gore a tle a belege maleo a batho ba le bantsi, o tlaa bonala lwa bobedi, kwa ntle ga boleo, a bonalela ba ba mo lebeletseng go ba boloka.

Hebrews 10:10

Mme re itshepisitswe ke go rata mo ga Modimo, ka mmele wa ga Jesu Keresete go ntshediwa setlhabelo ruri gangwe fela.

Hebrews 10:12

Mme ene, o rile a sena go isetsa ruri setlhabelo sa dibe se le sengwe fela, a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo,

Hebrews 10:14-18

Gonne, ba ba itshepisitsweng o ba dirile boitekanelo ka bosakhutleng, ka tshupelo e le nngwe fela. Le Mowa o o Boitshepo o a re supetsa; gonne o rile o sena go bua go re: “Kgolagano e ke tlaa e dirang nabo morago ga metlha eo ke e,” go bua Jehofa. “Ke tlaa baya melao ya me mo dipelong tsa bone, le mo mogopolong wa bone ke tlaa e kwala.” Foo a re: “Le dibe tsa bone, le ditshiamololo tsa bone, ga nketla ke tlhola ke di gakologelwa gope.” Jaana kwa boitshwarelo jwa tsone tse bo leng teng, ga go tlhole go na le tshupelelo ya boleo teng.

Hebrews 10:19-22

Ke gone, bagaetsho, e re ka re na le tshosologo ya go tsena mo Felong ga Boitshepo ka madi a ga Jesu, ka tsela e o e re diretseng, tsela e ntšha le e e tshedileng, e e tsenang ka sesiro, ke go re, nama ya gagwe, e re ka re na le moperesiti yo mogolo, yo o laolang ntlo ya Modimo, a re atameleng ka pelo ya mmaanete mo botlalong jwa tumelo, pelo tsa rona di kgatshitswe, di tlositswe segakolodi se se bosula, le mebele ya rona e tlhapisitswe ka metsi a mantle.

Hebrews 10:26-31

Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe. Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi. Motho yo o nyaditseng molao wa ga Moše o swa fela a sa tlhomogelwe pelo, ka lefoko la basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo. Fa lo gopola, ene yo o gatakileng Morwa Modimo ka dinao, a ba a kaya madi a kgolagano, a o itshepisitsweng ka one, a re, ke selo fela se se sa itshepang, a rumola Mowa wa tshegofatso, ana ene o tlaa kaiwa a tshwanetswe ke petso e e botlhoko bo kae? Gonne re a mo itse yo o rileng: “Pusoloso ke ya me, ke tlaa lefetsa.” Gape ga twe: “Jehofa o tlaa atlholela batho ba gagwe.” Ke se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshedileng.

Hebrews 11:1

Jaana tumelo ke go ikanya ka ga dilo tse di solofelwang, ke tlhomamiso ka ga dilo tse di sa bonweng.

Hebrews 11:6

Mme kwa ntle ga tumelo go reteletse ruri go o kgatlha. Gonne yo o tlang Modimong o na le go dumela fa o le yo, e bile e le one moduedi wa ba ba o batlang.

Hebrews 12:1

Ke gone, e re ka re dikanyeditswe ke boidiidi jo bo kalokalo jwa basupi, a le rona re latlheng bokete bongwe le bongwe, le boleo jo bo bofefo go re rareetsa, mme a re sianeng ka bopelotelele tshiano e re e beilweng pele,

Hebrews 12:4

Go ganela ga lona ga go ise go ko go fitlhe mo go tshologeng madi, lo ganela le boleo.

Hebrews 12:14

Latelang kagiso le batho botlhe, le boitshepiso jo go seng motho ope yo o tlaa bonang Morena kwa ntle ga jone.

Hebrews 12:17

Gonne lo a itse le gone, jaaka e rile kwa morago ka a eletsa go ja letlhogonolo boswa, a ganwa, le fa a le batlile ka tlhoafalo le ka dikeledi – gonne a se ka a bona ka fa o ka go dirololang ka teng.

Hebrews 13:4

A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.

Hebrews 13:15

Jalo a re nneng re isetse Modimo tshupelo ya pako ka ene ka metlha yotlhe, e bong loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe.

Hebrews 13:20

Jaana Modimo wa kagiso, o o bileng o busitse Modisa yo Mogolo wa dinku mo baswing, ka madi a kgolagano e e sa khutleng, e bong Morena wa rona Jesu,

James 1:5

Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo o o nayang botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe; mme o tlaa bo newa.

James 1:12-13

Go sego motho yo o itshokelang diteko; gonne o tlaa re a sena go lekwa a lebogwe, a bone serwalo sa botshelo, se Morena o se solofeditseng ba ba mo ratang. Motho ope a se ka a re a raelwa a re: “Ke raelwa ke Modimo,” gonne Modimo ga o ka ke wa raelwa wa dira bosula, le one ka osi ga o raele motho ope.

James 1:14-15

Motho mongwe le mongwe o a raelwa fa a faposiwa ke e e leng thato ya gagwe, mme a fepisiwa. Foo thato, e re e sena go emera, e tsale boleo; mme boleo jo, bo re bo sena go gola, bo tsale loso.

James 1:21-22

Ke gone ka re, latlhang bomaswe jotlhe, le go penologa ga boikepo, mme lo amogele ka bonolo lefoko le le tlhomilweng, le le nonofileng go boloka mewa ya lona. Lo nne badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela, lo iphora fela.

James 2:10

Gonne le fa e le mang yo o bolokang molao otlhe, mme a kgotswa mo go o mongwe fela, o itirile molato mo go one otlhe fela.

James 2:14-17

Go thusang, bagaetsho, fa motho a re o na le tumelo, mme a se na ditiro? A tumelo eo e ka mmoloka? Fa oo rra motho, kgotsa kgaitsadia motho a sa apara, a ba a tlhoka tse e leng dijo tsa letsatsi, mme mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamayang sentle, lo thuthafale, lo kgore,” le fa go ntse jalo lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele, ana go a bo go thusang? Go ntse fela jalo tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi.

James 2:24

Lo a bona fa motho a siamisiwa ka ditiro, e seng ka tumelo e le yosi.

James 2:26

Gonne jaaka mmele fa o se na mowa, o sule; go ntse fela jalo, tumelo fa e tlhalanye le ditiro e sule.

James 4:4-10

Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo. Kgotsa a lo gopola gore lokwalo lo lo buela lefela, fa lo re: Mowa o o o agisitseng mo go rona, o tlhologelelwa go ka re isa bopelotshetlheng. Mme o tle o okeletse batho tshegofatso. Ke gone lokwalo lo buang lo re: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.” Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba. Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela. Itloseng leswe mo diatleng, baleofi ke lona; lo intlafatse dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi. Ipatikeng, lo hutsafale, lo lele; a go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge pelo e botlhoko. Ingotlafatseng fa pele ga Morena, mme o tlaa lo goletsa.

James 4:17

Ke gone, yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.

James 5:15-16

Thapelo ya tumelo e tlaa boloka ene yo o lwalang, mme Morena o tlaa mo kakatlolola; fa a leofile, o tla go itshwarelwa. Ke gone lo ipolelelane dibe, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe. Mokokotlelo wa mosiami o thusa thata mo go direng ga one.

James 5:19-20

Bagaetsho, fa mongwe mo go lona a timetswe ke boammaaruri, mme mongwe a mo sokolola; a a itse fa yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, a ba a bipa bontsi jwa dibe.

1 Peter 1:3-5

A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o bileng o re tsaletse go re isa tsholofelong e e tshedileng, ka fa boutlwelong botlhoko jo bogolo jwa one, ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing. Go tla re bona boswa jo bo sa boleng, le jo bo sa leswafalang, le jo bo sa nyeleleng, jo lo bo beetsweng kwa legodimong, e bong lona ba lo dibelwang ke thata ya Modimo ka tumelo, go tla lo bona poloko nngwe e e etleetsegetseng go senolwa mo motlheng wa bofelo.

1 Peter 1:6-9

Mo lo itumelang thata mo go gone, le fa gompieno ka lobakanyana, fa go lopiwa jalo, lo bo lo tsenye mo bohutsaneng ka diteko dingwe le dingwe di le dintsi, gore go lekwa ga tumelo ya lona, ka e ratega bogolo go gouta e e nyelelang, le fa e lekilwe ka molelo, go fitlhelwa e le pako le kgalalelo le tlotlo, mo tshenolong ya ga Jesu Keresete; yo, le fa lo ise lo mmone lo a mo rata; yo, le fa lo sa mmone gompieno, le fa go ntse jalo, ka lo dumela mo go ene, lo bo lo itumela thata mo go ene, ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo tletseng kgalalelo; ka lo amogela bofelelo jwa tumelo ya lona, e bong poloko ya mewa ya lona.

1 Peter 1:14-16

Lo nne jaaka bana ba ba utlwang, lo sa ipope ka fa dithatong tsa lona tsa gale, tsa motlha wa go tlhoka go itse ga lona. Mme jaaka yo o lo biditseng a le boitshepo, le lona lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona; ka go kwadilwe ga twe: “Lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.”

1 Peter 1:17-19

Fa lo mmitsa jaaka Rraeno, e bong ene yo o atlholang ka fa tirong ya motho mongwe le mongwe e ntseng ka teng, a sa tlhaole batho, lo fetise lobaka lo lo sa ntse lo tlhotsetlhotse ka lone mono, ka poifo. Lo ntse lo itse fa lo rekolotswe mo mokgweng wa boithamako wa go tshela ga lona, o lo sa leng lo o rutwa ke borraeno; ka re, lo rekolotswe e seng ka dilo tse di bolang jaaka selefera le gouta; fa e se ka madi a a tlhokegang, e kete a kwanyana e e se nang bogole, le fa e le selabe, e bong madi a ga Keresete.

1 Peter 1:22-25

E re ka lo itshekisitse mewa ka go ineela ga lona mo boammaaruring, lwa tsamaya lwa fitlha mo go rateng bakaulengwe, mo go se nang boitimokanyo, ka re, lo ratane mo pelong ka tlhoafalo; ka lo bile lo tsetswe gape, e seng ka peo e e bolang, mme e le ka e e sa boleng, ka lefoko la Modimo le le tshedileng le le nnetseng ruri. Gonne ga twe: “Nama yotlhe ke bojang, le go kgaba gotlhe ga yone go etsa sethunya sa bojang. Bojang bo a swaba, sethunya se we; mme lefoko la ga Jehofa le ntse ka bosakhutleng.” Mme leo ke lone polelo ya Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng.

1 Peter 2:24-25

yo e leng ene ka esi o belegeng dibe tsa rona mo mmeleng wa gagwe a le mo setlhareng, gore rona, ka re sule ka ga dibe, re tle re tshelele tshiamo; yo e leng ene yo lo fodisiwang ka dingalo tsa gagwe. Gonne lo ne lo timela jaaka dinku; gompieno lo boetse mo go Modisa le Mookami wa mewa ya lona.

1 Peter 3:18

Ka Keresete le ene a bogile botlhoko gangwe fela, ka ntlha ya maleo, a le mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re lere mo Modimong; a bolawa mo nameng, a rudisiwa mo moweng;

1 Peter 3:21-22

A le one a bolokang lona gompieno, ka fa setshwanong sa ammaaruri, e bong kolobetso, e seng go tlosiwa ga leswe la nama, fa e se potsiso ya segakolodi se se siameng, se botsa ka ga Modimo, ka go tsoga ga Jesu Keresete; yo o ntseng ka fa letsogong le legolo la Modimo, ka a tsenye kwa legodimong; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taolong ya gagwe.

1 Peter 4:1-3

Ke gone, e re ka Keresete a kile a boga botlhoko mo nameng, le lona lo tlhomele one mogopolo oo; gonne yo o bogileng botlhoko mo nameng o baketse boleo; gore e tle e re mo lobakeng lo lo setseng lwa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelela dithato tsa batho, fa e se go rata ga Modimo fela. Gonne lobaka lo lo fetileng lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye lwa go dira keletso ya Baditšhaba, le lwa go tsamaya mo bopepeng le mo dithatong le mo go nweng bojalwa, le mo ditlhapelong, le mo ditagong, le mo ditirelong tse di makgapha tsa medimo ya disetwa;

1 Peter 4:7-8

Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo gaufi: ke gone lo nneng maikutlo a a itekanetseng, lo ikgape gore lo bone go ineela mo thapelong; mme bogolo go dilo tsotlhe, a go ratana ga lona go tuke; gonne lorato lo tle lo bipe bontsi jwa dibe;

1 Peter 4:12-13

Baratwa, se gakgamaleleng teko e e gotetseng e e mo go lona, e e lo tlelang go lo leka, jaaka fa e ka bo e le selo sengwe se se sa itsiweng se lo dirafaletse: E re ka lo tlhakanetse le Keresete dipogiso tsa gagwe, lo itumele; gore e tle e re mo tshenolong ya kgalalelo ya gagwe le gone lo bo lo itumele, ka boitumelo jo bo feteletseng.

1 Peter 4:17-18

Gonne ke lobaka lwa gore, tshekiso e simolole mo ntlong ya Modimo; mme fa e simolola pele mo go rona, ana bofelelo jwa ba ba sa utlweng lefoko la Modimo e tlaa nna eng? Fa mosiami a bolokwa ka pitlagano fela, ana moikepi o tlaa bo a bonala kae, le moleofi?

1 Peter 4:19

Ke gone, a bone ba ba utlwang botlhoko ka fa go rateng ga Modimo, a ba neele Mmopi yo o boikanngo mewa ya bone ba le mo go direng molemo.

1 Peter 5:9-10

Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng. Modimo wa tshegofatso yotlhe, o o lo bileditseng kwa kgalalelong ya one, e e sa khutleng mo go Keresete, e tlaa re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, one ka osi o tlaa lo dira boitekanelo, o lo tiisa o lo thatafatsa.

2 Peter 1:10-11

Ke gone bagaetsho, lo tlhoafalele bogolo go rurifatsa go bidiwa ga lona le go itshenkelwa ga lona; gonne fa lo dira dilo tse, ga lo ketla lo kgotswa gope. Gonne jalo lo tlaa newa go tsena ka megolokwane e megolo mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Moreboloki, Jesu Keresete.

2 Peter 2:9

Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mopetsong, go tle go tsamaye letsatsi la tshekiso le be le ba fitlhele.

2 Peter 3:9

Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.

2 Peter 3:14

Ke gone baratwa, e re ka lo lebeletse dilo tse, lo tlhoafaleleng gore lo tle lo fitlhelwe lo le mo kagisong lo se na selabe, lo se na molato mo matlhong a one.

1 John 1:6-10

Fa re re re na le bolekane le one, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, mme ga re dire boammaaruri. Mme fa re tsamaya mo leseding, jaaka one o le mo leseding, re na le bolekane, mongwe le yo mongwe; mme madi a ga Jesu Morwa one a re tlhapisa mo boleong jotlhe. Fa re re ga re na boleo bope, re a itsietsa, le boammaaruri ga bo yo mo go rona. Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe. Fa re re, ga re a leofa, re a o akisa, le lefoko la one ga le yo mo go rona.

1 John 2:1-6

Banyana ba me, dilo tse ke a di lo kwalela, gore lo tle lo se ka lwa leofa. Mme fa motho mongwe a leofa re na le Mmueledi kwa go Rara, e bong mosiami Jesu Keresete. Ke ene seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona; e be e se sa tsona rona tsosi fela, mme le gone e le sa tsa lefatshe lotlhe. Ke gone ka fa re itseng ka teng fa re mo itse, fa re boloka ditaolo tsa gagwe. Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa boloke ditaolo tsa gagwe, o maaka; boammaaruri ga bo yo mo go ene. Mme le fa e le mang yo o bolokang lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo dirilwe boitekanelo mo go ene. Ke gone ka fa re itseng fa re le mo go ene ka teng: Yo o reng o ntse mo go ene, o tshwanetse le ene a bo a tsamaya fela jaaka ene a kile a tsamaya.

1 John 2:12

Ke lo kwalela, banyana ba me, ka gobo lo itshwaretswe dibe tsa lona, ka ntlha ya leina la gagwe.

1 John 2:15-17

Se rateng lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga lo yo mo go ene. Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo, ga se ga Rara, ke ga lefatshe. Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.

1 John 2:21-23

Ga ke a lo kwalela ka gobo lo sa itse boammaaruri, mme e le ka gobo lo bo itse, le ka gobo boammaaruri ga bo na maaka. Moaki e mang fa e se yo o latolang go re Jesu ga se Keresete? Ke ene moganetsa Keresete, e bong ene yo o itatolang Rara le Morwawe. Le fa e le mang yo o itatolang Morwa Modimo, yo ke ene Rara e seng wa gagwe; yo o ipolelang Morwa Modimo, Rara le ene o na nae.

1 John 2:25-26

E ke yone polelo e o re solofeditseng ka yone, e bong botshelo jo bo sa khutleng. Dilo tse ke di lo kwaletse ka ga ba ba ratang go lo gogela kwa timelong.

1 John 2:28-29

Jaana banyana ba me, nnelang ruri mo go ene; gore e tle e re fa a ka bonatshiwa, re ke re dire le tshosologo, mme re se ka ra tlhajwa ke ditlhong fa pele ga gagwe mo go tleng ga gagwe. Fa lo itse gore ene o tshiamo, lo a itse le gone fa mongwe le mongwe yo o dirang tshiamo a tsetswe ke ene.

1 John 3:3

Mongwe le mongwe yo o nang le tsholofelo eo e tlhomilwe mo go ene, o a itshekisa, fela jaaka ene a le boitsheko.

1 John 3:4-10

Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o dira boiphefero mo molaong; boleo ke boiphefero mo molaong. Lo a itse fa a bonatshitswe gore a tlose boleo; mme mo go ene ga go na boleo. Le fa e le mang yo o nnelang ruri mo go ene ga a leofe; yo o leofang ga a ise a mmone, le fa e le go mo itse. Banyana ba me, a motho ope a se ka a lo gogela timelong; yo o dirang tshiamo o tshiamo, fela jaaka le ene a le tshiamo. Yo o dirang boleo ke oo rra diabolo; gonne diabolo o sa le a leofa le mo tshimologong. Morwa Modimo o bonatsheditswe moo, gore a senye ditiro tsa diabolo. Yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo bope, ka peo ya one e nnela ruri mo go ene, mme ga a ka ke a leofa, ka a tsetswe ke Modimo. Bana ba Modimo ba farologanyesega ka mokgwa o le bana ba diabolo; yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng mogagabo.

1 John 3:22

le fa e le eng se re se lopang fela, re se amogela mo go one, ka re bolokile ditaolo tsa one, re bile re dira dilo tse di kgatlhang mo matlhong a one.

1 John 3:23-24

E ke yone taolo ya one, gore re dumele mo ineng la Morwa one Jesu Keresete, le go ratana, fela jaaka o re neile taolo. Yo o bolokang ditaolo tsa one o nnela ruri mo go one, le one mo go ene. Mme re a itse ka gone mo fa o nnetse ruri mo go rona, ka Mowa o o o re neileng.

1 John 4:7-8

Baratwa, a re rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo. Mongwe le mongwe yo o ratang o tsetswe ke Modimo, o bile o itse Modimo. Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato.

1 John 4:15

Le fa e le mang yo o tlaa ipolelang gore Jesu ke Morwa Modimo, Modimo o nnetse ruri mo go ene, le ene mo Modimong.

1 John 4:20-21

Fa motho a re: “Ke rata Modimo,” mme a ile mogagabo, o maaka; gonne yo o sa rateng mogagabo yo o mmonang ka matlho, ga a ka ke a rata Modimo, o a iseng a o bone. Mme taolo e re e tshotse mo go ene, gore yo o ratang Modimo, a a rate le mogagabo.

1 John 5:1-5

Le fa e le mang yo o dumelang fa Jesu e le Keresete, o tsetswe ke Modimo; mme yo o ratang yo o tsetseng, o bile o rata le ene yo o tsetsweng ke ene. Re a itse fa re rata bana ba Modimo ka gone mo, mogang re ratang Modimo, re dira ditaolo tsa one. Gonne lo ke lone lorato lwa Modimo, gore re boloke ditaolo tsa one; ditaolo tsa one ga di tlhokofatse. Gonne sengwe le sengwe se se tsetsweng ke Modimo se fenya lefatshe; e ke yone phenyo e e fenyang lefatshe, e bong tumelo ya rona. E mang yo o fenyang lefatshe, fa e se yo o dumelang fa Jesu e le Morwa Modimo?

1 John 5:10-12

Yo o dumelang mo go Morwa Modimo, o na le tshupo mo teng ga gagwe; yo o sa dumelang Modimo, o o akisitse; ka a se ka a dumela tshupo e Modimo o e supileng ka ga Morwa one. Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one. Yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo joo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na botshelo joo.

1 John 5:13

Dilo tse ke di lo kwaletse, gore lo itse fa lo na le botshelo jo bo sa khutleng, ke raya lona ba lo dumelang mo ineng la Morwa Modimo.

1 John 5:14

Mo ke jone botlhokapoifo jo re nang najo ntlheng ya gagwe, gore fa re lopa sengwe ka fa go rateng ga one, o a re utlwa.

1 John 5:18

Re a itse gore le fa e le mang yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; mme yo o tsetsweng ke Modimo o a ikgapa, yo o bosula ga a mo ame.

2 John 1:9-11

Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

Jude 1:21-24

lo nne lo ipoloke mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo lebeletse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete, e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Bangwe lo ba utlwele botlhoko, e bong ba ba akabalang. Bangwe lo ba boloke, ka go ba swatola mo molelong; bangwe lo ba utlwele botlhoko ka poifo, lo ntse lo ila le se e leng seaparo se se mathegetsweng ke leswe la senama. Jaana yo o nonofileng go lo babalela, gore lo se kgopege, le go lo baya fa pele ga kgalalelo ya one lo se na bogole, lo le mo boitumelong jo bogolo thata,

Revelation 1:5

le mo go Jesu Keresete, yo e leng ene mosupi yo o ikanyegang, wa motsalwapele wa baswi, le molaodi wa dikgosi tsa lefatshe. Ene yo o re ratang, a re golola mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe;

Revelation 2:4-5

Ke go nyaletsa se, ka re, o tlogetse lorato lwa gago lwa ntlha. Ke gone, a ko o gakologelwe kwa e rileng o wa wa bo o tswa teng, mme o ikwatlhaye, o dire ditiro tsa ntlha; fa go sa nna jalo, ke tlaa ya koo go wena, ke tlosa setlhomo sa gago sa lobone mo bonnong jwa sone, fa o sa ikwatlhaye.

Revelation 2:16

Ka re, o ikwatlhaye; fa go sa nna jalo, ke tlaa ya ka bonako koo go wena, ke tlhabana nabo ka tšhaka ya molomo wa me.

Revelation 2:21

Mme ka mo naya lobaka gore a ikwatlhaye; mme ga a rate go ikwatlhaela kgokafalo ya gagwe.

Revelation 3:5

Yo o fenyang, o tlaa apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; mme ga nketla ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tlaa ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe.

Revelation 3:15-16

Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o se tsididi, o bile o se molelo. Ke rata wa bo o le tsididi kgotsa molelo. E re ka o le motlha fela, o e molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me.

Revelation 3:17-19

Ka o tle o bue o re: “Ke humile, ke bapetse dikhumo, ga ke tlhoke sepe,” mme o sa itse fa o le ene mmenyana, o bile o le serorobi, le lehuma, le bofofu, le bosaikatega. Ke a go gakolola ka re, o reke mo go nna gouta e e ntlafaditsweng ke molelo, gore o tle o hume; le diaparo tse ditshweu gore o tle o ikapese, le gore ditlhong tsa bosaikategang jwa gago di se senolwe; o reke le molemo wa matlho go itogetsa ka one, gore o tle o bone. Botlhe ba ke ba ratang, ke a tle ke ba kgalemele, ke ba otlhaye; ka re, o tlhoafale, o bo o ikwatlhaye.

Revelation 3:20

Bona, ke eme fa mojako ke kgwanyakgwanya; fa motho mongwe, le fa e le mang a utlwa lentswe la me, a mpulela, ke tlaa tsena kwa go ene ke ja selalelo nae, le ene le nna.

Revelation 3:21

Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi.

Revelation 7:14

Ka mo raya ka re: “Morena wa me go itse wena.” Mme a nthaya a re: “Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana.

Revelation 12:11

Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.

Revelation 14:5

Mme mo melomong ya bone go se ka ga fitlhelwa leaka lepe; ga ba na bogale bope.

Revelation 14:12

Bopelotelele jwa baitshepi ke jone joo, e bong jwa ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo, le tumelo mo go Jesu.

Revelation 15:4

Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; gonne merafe yotlhe e tlaa tla e obamela fa pele ga gago; gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di bonaditswe.”

Revelation 20:11-12

Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone.

Revelation 21:4-8

O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.” Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko. Yo o fenyang o tlaa rua dilo tse, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe, le ene o tlaa nna morwaake. Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Revelation 22:11

Yo o leng tshiamololo, a a nne a dire tshiamololo; yo o leng leswe, a a nne a leswefadiwe; yo o leng tshiamo, a a nne a dire tshiamo, le yo o leng boitshepo a a nne a dirwe boitshepo fela jalo.”

Revelation 22:14

“Go sego ba ba tlhatswang dikobo tsa bone, gore ba nne le tshiamelo ya go tla mo setlhareng sa botshelo, le go tsena ka dikgoro mo motseng.

Revelation 22:17

Mowa le monyadwi ba re: “Tlaa!” Le yo o utlwang, a a ka a re: “Tlaa!” Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang a a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a se na theko.

Revelation 22:18-19

Ke tlhomamisetsa motho mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a polelelopele ya lokwalo lo, ka re: Fa motho mongwe a ka a oketsa, Modimo o tlaa mo okeletsa ka dipetso tse di kwadilweng mo lokwalong lo. Mme fa motho mongwe a ka fokotsa mafoko a lokwalo lo lwa polelelopele, Modimo o tlaa tlosa kabelo ya gagwe mo setlhareng sa botshelo, le mo motseng o o boitshepo, e bong mo dilong tse di kwadilweng mo lokwalong lo.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net