11 – Boleo
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Boleo.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Boleo.
Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe. Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi.
”Ga ba a ka ba boloka kgolagano ya Modimo, ba gana go tsamaya mo molaong wa one;
”Ke gone ke lo reileng ka re: ‘Lo tlaa swela mo dibeng tsa lona;’ gonne fa lo sa dumele fa ke le ene, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”
”Jehofa Modimo a laola monna a re: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.”
”Mosadi a re a bona fa setlhare se le molemo go jewa, se bile se kgatlha mo matlhong, le gone fa setlhare se eletsega go tlhalefisa motho, a tsaya loungo lwa sone, a ja. A ba a lo naya monna wa gagwe a na nae, le ene a ja.
”Ka tshoganetso matlho a bone boo babedi a buduloga, ba itemoga fa ba sa ikatega; mme ba rokaganya matlhare a mofeige, ba itirela diaparo. Kgantele ba utlwa mokgwasa wa Jehofa Modimo a tsamaya mo tshimong, fa letsatsi le fefa, mme monna le mosadi wa gagwe ba iphitlha mo ditlhareng tsa tshimo, ba iphitlhela go bonala ga Jehofa Modimo. Jehofa Modimo a bitsa monna, a mo raya a re: “O fa kae?” Monna a re: “Ke utlwile mokgwasa wa gago mo tshimong, mme ka boifa, ka gobo ke ne ke sa ikatega, mme ka iphitlha.” Mme a re: “O boleletswe e mang fa o sa ikatega? A o jele setlhare se ke se go laetseng, ka re, o se ka wa se ja?”
”Monna a re: “Mosadi yo o mo nneileng gore ke nne nae, ke ene yo o nneileng ga setlhare, mme ka ja.” Jehofa Modimo a raya mosadi a re: “Ke eng se o se dirileng?” Mosadi a re: “Noga e ntsieditse, mme ka ja.”
”Jehofa Modimo a re: “Bonang, motho o diregile jaaka mongwe wa rona, o itse molemo le bosula; jaanong e ka tla ya re gongwe a ntsha seatla sa gagwe a tsaya le ga sone setlhare sa botshelo, a ja, a tshela ka bosenabokhutlo.” Ke gone ka moo Jehofa Modimo a mo ntsha mo tshimong ya Etene, a ya go lema mmu o a ntshitsweng mo go one. Jalo a lelekela motho kwa ntle; kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ga tshimo ya Etene a baya ditšheruba, le kgabo ya tšhaka e e tukang, e kgadikanela ntlheng tsotlhe, go thiba tsela e e yang setlhareng sa botshelo.
”a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Jalo Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa. Jehofa a raya Kaine a re: “Ana o galefetseng? Le sefatlhogo sa gago se befetseng? A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega? Mme fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.” Kaine a bua le Abele, monnawe. Mme ga dirala ya re ba le kwa nageng, Kaine a kgomogela Abele monnawe, a mmolaya.
”Mme Jehofa a bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe.
”Jehofa a re: “E re ka selelo ka ga Sotoma le Gomora se le segolo, le ka boleo jwa bone bo utlwisa botlhoko thata,
”“O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang; mme ba makgolokgolo ba bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelo botlhoko.
”“O se ka wa umakela leina la ga Jehofa Modimo wa gago lefela; gonne ene yo o umakelang leina la gagwe lefela, Jehofa ga a ketla a mo kaya a se na molato.
”“O se ka wa bolaya motho. “O se ka wa dira boaka. “O se ka wa utswa. “O se ka wa supa maaka ka ga mongwe ka wena. “O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena, o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le kgomo ya gagwe, le fa e le esela ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.”
”Moše a raya batho a re: “Se boifeng; gonne Modimo o tsile go lo leka le gore poifiso ya one e nne fa pele ga lona, gore lo se leofe.”
”“Yo o itayang rraagwe le fa e le mmaagwe, ruri a bolawe. “Le yo o utswang monna, a mo rekisa, gongwe fa a fitlhelwa mo seatleng sa gagwe, ruri a bolawe. “Le yo o rogang rraagwe le fa e le mmaagwe, ruri a bolawe.
”“Le fa e le mang yo o lalang le sengwe sa ditshedi, ruri a a bolawe.
”“O se ka wa tshola mafoko fela a e seng one; o se ka wa patagana le moikepi go nna mosupi yo o sa siamang nae.
”“E tlaa re fa a le molato mo go sengwe sa dilo tse, a ipolele se o leofileng mo go sone.
”O se ka wa lala le mosadi wa mongwe ka wena, go iitshekolola ka ene.
”O se ka wa ntsha ope wa losika lwa gago go ya go mo ralaletsa Moleke molelo; le gone o se ka wa tlhapatsa leina la Modimo wa gago; ke nna Jehofa.
”O se ka wa lala le banna, go ba etsa basadi; ke makgapha.
”O se ka wa lala le setshedi sepe go iitshekolola ka sone, le gone a go se nne mosadi ope yo o tlaa emang fa pele ga setshedi gore a lale naso; ke maferetsoko.
”Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang sengwe sa dilo tse di makgapha tse, e bong bone batho ba ba di dirang ba tlaa kgaolwa mo bathong ba ga bone.
”“Lo se ka lwa utswa; le gone lo se ka lwa dira ka tsietso, le fa e le go akelana.
”O se ka wa ipusolosetsa, le fa e le go nna ka pelo e e bosula ka ga bana ba batho ba gaeno; o rate wa gaeno jaaka o ithata; ke nna Jehofa.
”“Lo se ka lwa dira tshiamololo epe mo katlholong, mo selekanyong sa boleele, le sa bokete, le sa seelo. Lo tlaa dira le dilekanyo tsa pego tse di siameng, le dilekanyo tsa bokete tse di siameng, le emere yo o siameng, le nkgwana e e lekanyang; ke nna Jehofa Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto.
”Ke gone, lo iitshepiseng lo nne boitshepo; gonne ke nna Jehofa Modimo wa lona.
”O bue le bana ba Iseraele, o re: Le fa e le mang yo o rogakang Modimo wa gagwe, a rwale boleo iwa gagwe. Yo o tlhapatsang leina la ga Jehofa, o tlaa bolawa, ruri; ruri phuthego yotlhe e tlaa mo kgobotletsa ka maje; go le moeng, go le yo o tsaletsweng mo gae, fa a tlhapatsa leina la ga Jehofa, a a bolawe.
”“Fa motho a golafatsa wa ga gabo, fela jaaka a dirile, le ene a a dirwe jalo, thobego a e emelwe ke thobego, leitlho ke leitlho, leino ke leino, jaaka a golafaditse motho, le ene a a dirwe fela jalo.
”“Ba tlaa ipolela boikepo jwa bone, le boikepo jwa borraabo, mo tlolong ya bone e ba ntloletseng ka yone, le gore e re ka ba sepetse ka go ganela le nna,
”“Bua le bana ba Iseraele, o re: Fa monna, kgotsa mosadi, a dira boleo bongwe jo batho ba tleng ba bo dire, go dira tlolo nngwe fa pele ga Jehofa, mme motho yoo a nna molato;
”Batho ba ya kwa go Moše ba re: “Re leofile, ka re buile ka go kgobotla Jehofa le wena; rapela Jehofa gore a tlose dinoga mo go rona.” Moše, a rapelela batho.
”E tlaa re fa lo gana go dira jalo, bonang, lo tlaa bo lo leofetse Jehofa; lo bo lo itse ruri fa boleo jwa lona bo tlaa lo tshwara.
”“O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, e le setshwano sa sebopego sengwe se se kwa legodimong kwa godimo, kgotsa sa se se mo lefatsheng fa tlase, kgotsa sa se se mo metsing kwa tlase ga lefatshe. “O se ka wa di ikobela, le fa e le go di direla, gonne, Nna Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borra ba bone go ya kokomaneng ya boraro, le go ya mo go ya bone ya ba ba nkilang. Mme ba ba makgolokgolo a bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelobotlhoko.
”“O se ka wa umakela leina la ga Jehofa Modimo wa gago lefela, gonne ene yo o umakelang leina la gagwe lefela, Jehofa ga a ketla a mo kaya a se na molato.
”“O se ka wa bolaya motho. “Le gone o se ka wa dira boaka. “Le gone o se ka wa utswa. “Le gone o se ka wa supa maaka ka ga mongwe ka wena. “Le gone o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena; le gone o se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena; le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le pelesa ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.
”“Ke gone lo tlhokomeleng go dira jaaka Jehofa Modimo wa lona a lo laotse; lo se ka lwa fapogela ntlheng ya le legolo, kgotsa ntlheng ya la molema.
”Ditshwantsho tse di setilweng tsa medimo ya yone lo di fise ka molelo; o se ka wa eletsa selefera kgotsa gouta tse di mo go yone, le fa e le go di itseela; o ka tla wa raelwa ke tsone; gonne ke makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago. Le gone o se ka wa isa se se makgapha mo ntlong ya gago, wa tswa selo se se neeletsweng jaaka sone; o se ilele ruri, o se tlhoele ruri, gone ke selo se se neeletsweng.
”“O se ka wa nna le di lekanya bokete tse di mefuta mebedi e e fapaanyeng mo kgetseng ya gago, tse dikgolo le tse dinnye. O se ka wa dira le dielo tse di fapaanyeng mo ntlong ya gago, tse dikgolo le tse dinnye. O nne le sebokete se se lekanyang se se itekanetseng, se se siameng; o bo o nne le seelo se se itekanetseng, se se siameng; gore malatsi a gago a nne maleele mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang. Gonne botlhe ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, e bong botlhe ba ba dirang ka tshiamololo, ba makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.
”“ ‘Go hutsege monna yo o dirang setshwantsho se se setilweng, le fa e le se se thetsweng, se e leng makgapha mo go Jehofa, tiro ya diatla tsa modiri, a se emisa mo sephiring.’ Mme a batho botlhe ba fetole, ba re: “ ‘A go nne jalo.’
”‘Go hutsege yo o sokang katlholo ya moeng, le ya lesiela, le ya mosadi wa motlholagadi.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
”‘Go hutsege yo o bolayang wa ga gabo mo sephiring.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
”‘Go hutsege yo o amogelang tuelo go tla a bolaya motho yo o se nang molato.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
”‘Go hutsege yo o sa tlhomamiseng mafoko a molao go a dira.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’ ”
”“Mme fa o gana go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, diphutso tse tsotlhe di tlaa go wela, di go tshwara.
”Ba ne ba tlhotlheletsa lefufa la one ka medimo ya seeng, ba o gakatsa ka tse di makgapha. Ba ne ba isetsa badimo ditlhabelo, ba e neng e se Modimo ope, e le medimo e ba neng ba sa e itse, medimo e e sa tswang go tlhaga, e borra ba lona ba ne ba sa e tshabe.
”Bana ba Iseraele ba raya Jehofa ba re: “Re leofile; re direle ka fa o bonang go le molemo ka gone; fela, re a go rapela, re golole kajeno.”
”Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraele; motho mongwe le mongwe a dira se se siameng mo matlhong a gagwe fela.
”Boleo jwa makau ao, bo ne bo le bogolo thata fa pele ga Jehofa; gonne tshupelo ya ga Jehofa e ne e ferosa batho sebete.
”Gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi, le logwadi lo tshwana le tirelo ya medimo ya disetwa le ya mereo. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.”
”“Fa ba go leofela, (gonne ga go na motho ope yo o sa leofang), mme o nna bogale nabo, o ba neela baba, mme ba ba golega ba ba isa kwa lefatsheng la baba, kwa kgakala kgotsa fa gaufi;
”Bomorwa bone, le bomorwadia bone ba ba ralatsa molelo, ba dira ka boitsejwanape le ka mereo, ba ithekisetsa go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng. Ke gone ka moo Jehofa a nna bogale thata le Baiseraele, a ba tlosa mo ponong ya gagwe; go ne go sa sala ope fa e se lotso lwa Juta lo le losi fela.
”foo o utlwe o le kwa legodimong, e bong bonnong jwa gago, o utlwe morapelo wa bone le mekokotlelo ya bone, mme o emele tshiamelo ya bone; o itshwarele batho ba gago ba ba go leofetseng.
”Le gone a ralatsa bana ba gagwe molelo mo mogogorong wa morwa Hinome, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira ka boloi, a bua le bone ba ba buang le badimo, le ba e leng baitseanape. A dira bosula bo le botona mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheleletsa bogaleng.
”Ditsela tsa botlhe ba ba lebalang Modimo di ntse jalo; tsholofelo ya motho yo o sa reng Modimo sepe e tlaa nyelela;
”fa ke leofa, foo o a tle o ntlhokomele, mme ga o ketla o nkgolola mo boikepong jwa me.
”Lona lo balogi ba maaka lotlhe fela, lo dingaka tse di se nang tiro.
”Maikepo a me le maleo a me a kae? Nkitsise tlolo ya me le boleo jwa me.
”Ana motho e be e le eng, fa e bo ne ne go twe, o ka nna montle, le yo o tsetsweng ke mosadi, fa e bo ne ne go twe, o ka nna tshiamo?
”A opele fa pele ga batho, a re: ‘Ke leofile, ka sokamisa sone se se siameng, mme go se ka ga nthusa sepe. O rekolotse mowa wa me gore o se ye mo moleteng, botshelo jwa me bo tlaa bona lesedi.’
”Go sego monna yo o sa tsamayeng mo kgakololong ya baikepi, le fa e le go ema mo tseleng ya baleofi, le fa e le go dula mo setulong sa basotli.
”Baikepi ga ba a nna jalo; ba tshwana jaaka mmoko o phefo e o kgopholang. Ke gone ka mo baikepi ba se ketlang ba ema mo katlholong, le fa e le baleofi mo phuthegong ya basiami. Gonne Jehofa o itse tsela ya basiami; mme tsela ya baikepi e tlaa nyelela.
”Lona bomorwa batho, ana kgalalelo ya me e tlaa fetolwa tlotlologo goleele go le kaye? Lo tlaa rata dinyana lo latela maaka goleele go le kaye? Sela.
”Baitelaganyi ga ba ketla ba ema mo ponong ya gago; o ila badiri botlhe ba boikepo. O tlaa senya ba ba buang maaka. Jehofa o fedisiwa pelo fela ke monna yo o gakaletseng polao, le wa tsietso.
”Mohumanegi o khukhelwa ka tlhoafalo ka boikgodiso jwa baikepi; a ba tshwarwe ka ditogamaano tse ba di logileng. Gonne moikepi o belafala ka ga keletso ya pelo ya gagwe, le yo o pelotshetlha o a itatola, ee, o kgala Jehofa. Moikepi o bua ka boikgodiso jwa sefatlhogo sa gagwe, a re: “Ga o ketla o go lefetsa.” Megopolo yotlhe ya gagwe ke go re: “Ga go na Modimo ope.”
”Legano la gagwe le tletse khutsakanyo le tsietso le patiko; kwa tlase ga loleme lwa gagwe go na le bosenyi le boikepo.
”Seeleele mo pelong ya sone se rile: “Ga go na Modimo ope.” Ba bodile, ba dirile ditiro tse di maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo.
”Sekaseka patikego ya me le thekisego ya me; mme o itshwarele maleo a me otlhe.
”Go sego ene yo tlolo ya gagwe e itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng.
”Ke ne ka go ipolelela boleo jwa me, le boikepo jwa me ga ke a bo fitlha. Ke rile: “Ke tlaa ipolelela Jehofa ditlolo tsa me,” mme wa itshwarela molato wa boleo jwa me. Sela.
”Mafoko a molomo wa gagwe ke boikepo le tsietso fela; o baketse go nna botlhale le go dira molemo.
”Bakela bogale, o lese kgakalo; o se ka wa itshwenya, ka go itshwenya go tle go ise kwa bosuleng.
”Gonne ke tlaa bolela boikepo jwa me; ke tlaa hutsafalela boleo jwa me.
”Ke rile: “Jehofa, a ko o nkutlwele botlhoko; fodisa mowa wa me; gonne ke go leofetse.”
”Nkutlwela botlhoko Modimo, ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gago, o phimole ditlolo tsa me. Ntlhapisetsa ruri mo boikepong jwa me, o nntlafatse mo boleong jwa me. Gonne ke ipolela ditlolo tsa me, le boleo jwa me bo ntutse pele ka gale. Ke wena, wena wesi yo ke go leofetseng, ka dira se se bosula mo ponong ya gago, gore o tle o bonwe o le tshiamo mogang o buang, o bo o nne phepa mogang o atlholang.
”Bona, ke ne ka bopegela mo boikepong; mmé mmè a nkamogelela mo boleong.
”Subela dibe tsa me sefatlhogo sa gago; o bo o phimole maikepo a me otlhe fela. Modimo, bopa pelo e e itshekileng mo go nna; o bo o šafatse mowa o o siameng mo teng ga me. O se ka wa ntatlha, wa ntlosa fa pele ga gago; le mowa wa gago o o boitshepo o se o tlose mo go nna.
”Loleme lwa gago lo loga maano a boikepo tota; jaaka logare lo lo bogale, lo dira ka tsietso.
”Seeleele mo pelong ya sone se rile: “Ga go na Modimo.” Ba bodile, ba dirile boikepo jo bo maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo. Modimo o ne wa okomela bana ba batho o le kwa legodimong, gore o tle o bone bo go na le bangwe ba ba tlhaloganyang, ba senka Modimo. Botlhe fela ba boetse kwa morago; ba atlafetse mmogo; ga go na ope yo o dirang molemo, nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.
”Ka ntlha ya boleo jwa molomo wa bone, le mafoko a dipounama tsa bone, a ba tshwarwe fela mo bopelompeng jwa bone, le ka ntlha ya go hutsakanya le go aka mo ba go buang.
”Modimo o a bo itse boeleele jwa me; le maleo a me ga a go subegela.
”Ga ba a ka ba boloka kgolagano ya Modimo, ba gana go tsamaya mo molaong wa one;
”Le fa go ntse jalo ba tswelela pele fela go o leofela, go tsuololela Mogodimodimo mo loboeng lwa naga.
”O se ka wa gakologelwa maikepo a borraetsho ba bogologolo go re sekisa ka one; a mapelonomi a gago a manana a re tlele pele ka bonako; gonne re ile kwa tlase thata. Re thuse Modimo wa poloko ya rona ka ntlha ya kgalalelo ya leina la gago, o re golole; tlhatswa o tlose dibe tsa rona, ka ntlha ya leina la gago.
”O beile maikepo a rona fa pele ga gago, maleo a rona a a fitlhegileng o a beile mo leseding la sefatlhogo sa gago.
”Lona ba lo ratang Jehofa, a ko lo ileng bosula; o tlamela mewa ya baitshepi ba gagwe; o ba golola mo seatleng sa baikepi.
”Yo o dirang tsietso ga a ketla a aga mo teng ga ntlo ya me; yo o buang bolotsana ga a ketla a tlhomama fa pele ga matlho a me.
”Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona. Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo. Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo.
”Re leofile le borraetsho, re ikepile, re dirile maswe.
”ba itlhakanya le merafe, ba ithuta ditiro tsa yone. Ba direla medimo ya yone ya disetwa; e e tsileng ya nna seru mo go bone; ee, ba ntsha bomorwaa bone, le bomorwadia bone ditlhabelo tsa badimo. Ba tsholola madi a a se nang molato, e bong madi a bomorwaa bone ba ba ba iseditseng medimo ya disetwa ya Kanana ditlhabelo; lefatshe la leswefadiwa ke madi. Jalo ba tsenngwa leswe ke ditiro tsa bone, ba akafala mo madirong a bone.
”Go sego bone ba ba itekanetseng mo tseleng, ba sepela mo molaong wa ga Jehofa.
”Ke beile lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela.
”O nyaditse botlhe ba ba timelwang ke ditao tsa gago; gonne tsietso ya bone ke maaka fela.
”Dinoka tsa metsi di ela mo matlhong a me, ka gobo ba sa tlhokomele molao wa gago. Tsade
”Modimo, a ko o mphukutse, o bo o itse pelo ya me; nteka, mme o itse megopolo ya me; o bone fa go na le mokgwa mongwe wa boikepo mo go nna; mme o nkgoge mo tseleng e e sa khutleng.
”Morwaaka, fa baleofi ba go fepa, o se ka wa dumela.
”Motho yo o seruti, motho wa boikepo, o tsamayatsamaya ka molomo o o lesoko. O gwetlha ka matlho, a bue ka dinao, a gonetse ka menwana; lesoko le mo pelong ya gagwe, o ntse a loga bosula ka metlha yotlhe; o jala kgotlhang mo bathong.
”Go na le dilo di le thataro tse Jehofa o di ilang; ee, di supa tse di mo fedisang pelo, ke tse: Matlho a a kadileng, loleme lo lo akang, le diatla tse di tshololang madi a motho a a se nang molato; pelo e e logang ditlhatlhanyo tsa boikepo, dinao tse di bofefo go sianela kwa bosenying; mosupi wa kako yo o bilolang maaka, le yo o jalang kgotlhang mo baneng ba monna.
”Go boifa Jehofa ke go ila bosula; boikgodiso, le bogoma, le mokgwa o o bosula le molomo o o lesoko, ke dilo tse ke di ilang.
”Ba ba lesoko mo pelong ke difedisa pelo mo go Jehofa, mme ba ba itekanetseng mo tseleng ya bone, ke natefelo ya gagwe. Le fa seatla se tshwaragana le seatla, motho yo o bosula ga a ketla a tlhoka petso, mme losika lwa mosiami lo tlaa gololwa.
”Go na le tsela e eketeng e siame mo mothong, mme bokhutlo jwa yone ke ditsela tsa loso.
”Ditogamaano tse di bosula di makgapha mo go Jehofa, mme mafoko a a monate a itshekile. Yo o segagapa mo papading o tshwenya ntlo ya gagwe, mme yo o ilang dimpho o tlaa tshela.
”Mongwe le mongwe yo o pelo e e ikgodisang o sefedisapelo mo go Jehofa, le fa seatla se tshwaragana le seatla, ene ga a ketla a tlhoka petso.
”Motho yo o lesoko o gasa kgotlhang, le mosebi o kgaoganya ditsala tse dikgolo.
”Le fa e le mang yo o duelang molemo ka bosula, bosula ga bo ketla bo tloga mo ntlong ya gagwe.
”Yo o siamisetsang moikepi, le yo o sekisang mosiami, boo babedi ke sefedisapelo mo go Jehofa, ba tshwana fela.
”Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso; le yo o bilolang maaka ga a ketla a falola.
”Mogopolo wa seeleele ke boleo; le mosotli ke sefedisapelo mo bathong.
”Motho yo o loleme lo akang o ila ba o ba utlwisitseng botlhoko; le molomo o o rethefatsang puo o dira go senyetsa ruri.
”Yo o ithuhulang, gore a se utlwe molao, le e leng one morapelo wa gagwe ke sefedisapelo fela.
”Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a ketla a tlhogonolofala, mme yo o di ipolelang a ba a di bakela, o tlaa bona boutlwelobotlhoko. Go sego motho yo o sisimogang ka metlha yotlhe, mme yo o ikwatlalatsang pelo o tlaa wela mo bosuleng.
”Fa molaodi a reetsa maaka, batlhanka ba gagwe botlhe ke baikepi.
”Go na le losika lwa batho ba ba iponang boitsheko, le fa go ntse jalo ba sa tlhapisiwa maswe a bone.
”O se ka wa potlaka mo moweng wa gago go nna bogale; gonne bogale bo nna mo sehubeng sa dieleele.
”Gonne ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.
”Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.
”Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula.
”“Ntlong jaana, a re ganetsanyeng mmogo.” go bua Jehofa: “Le fa dibe tsa lona di hubitse bohibidu jo bo letlhololo, di tlaa nna ditshweu jaaka kapoko; le fa di le bohibidu jo bo mokgona, di tlaa nna jaaka bobowa jwa nku.
”Mme tshenyego ya batlodi le ya baleofi e tlaa nna mmogo, le ba ba latlhang Jehofa ba tlaa nyelediwa.
”Ponalo ya difatlhogo tsa bone e supa ka ga bone, mme ba kakanya boleo jwa bone, jaaka Sotoma, ga ba bo lobe. Ija, a bo go latlhega mowa wa bone! Gonne ba ituetse ka bosula.
”Ija! A bo go latlhega ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba beye lefifi boemong jwa lesedi, le lesedi boemong jwa lefifi; ba beye bokgeme boemong jwa botshe, le botshe boemong jwa bokgeme! Ija! A bo go latlhega ba ba iponang botlhale, ba le matsetseleko mo boiponong jwa bone!
”Ke gone ka moo, jaaka kgabo ya molelo e tle e laile dirite, le jaaka tlhaga e e omeletseng e tle e kokobelele mo kgabong, jalo fela motswe wa bone o tlaa nna jaaka sebodu, le sethunya sa bone se tlaa tlhatloga jaaka lorole; gonne ba ganne molao wa ga Jehofa wa masomosomo, ba nyaditse lefoko la Moitshepi wa Iseraele.
”Lefatshe ke tlaa le beletsa bosula jwa bone, le baikepi boikepo jwa bone; ke tlaa khutlisa boikgantsho jwa ba ba bopelompe, ke tlaa isa tlase boipego jwa ba ba boitshegang.
”Gonne ke tšhaba e e tsuololang, bana ba ba akang, bana ba ba ganang go utlwa molao wa ga Jehofa;
”Gonne sefephe se tlaa bua bofephe fela, le pelo ya sone e tlaa dira boikepo, se tlhapatsa, go bua timetso ka ga Jehofa, go dira mowa wa yo o bolailweng ke tlala go nna lolea fela, le go tlhaetsa go nwa ga yo o bolailweng ke lenyora. Le dilo tse senoge se dirang ka tsone di bosula; se loga maano a borumolang go tlaa se senya bahumanegi ka mafoko a maaka, ee, le e leng fa motlhoki a bua tshiamo.
”Ke nna, e leng nna, yo ke phimolang ditlolo tsa gago ka ntlha ya me; le maleo a gago ga nketla ke a gakologelwa. O tle o nkgakolole; a re rapelane; ranola kgang ya gago, gore o tle o siamisiwe.
”O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe. Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe; mme Jehofa o kokoanyeditse maikepo otlhe a rona mo go ene.
”Ee, dintša tse di legalegela dijo, ga di kake tsa kgora gope; le ba, ke badisa ba ba sa kakeng ba tlhaloganya, botlhe ba fapogetse kwa mokgweng wa bone, mongwe le mongwe kwa papading ya gagwe, ba tswa ntlheng tsotlhe.
”Lo a bo lo tshameka ka mang? Lo atlhamolosetsa mang molomo, lo laila ka loleme? A ga lo bana ba tlolo, losika lwa maaka.
”Maikepo a lona a lomologantse fa gare ga lona le Modimo wa lona; le maleo a lona a lo subetse sefatlhogo sa one gore a gane go utlwa. Gonne diatla tsa lona di leswe ka madi, le menwana ya lona ka boikepo; dipounama tsa lona di buile maaka; diteme tsa lona di pepedumapepeduma boikepo. Ga go na ope yo o isang tshekong ka tshiamo, ga go na ope yo o buelelang kgang mo boammaaruring; ba ikanya boithamako, ba bua maaka; ba ima bosenyi, ba belega boikepo.
”Gonne rotlhe re ntse jaaka motho yo o leswe, le ditshiamo tsotlhe tsa rona di ntse jaaka seaparo se se tsenyeng maswe; mme rotlhe re swaba fela jaaka lekakaba; le maikepo a rona, jaaka phefo, a re tsubulela koo fela.
”Gonne le fa o itlhapisa ka logolo, mme go itseela molora o le motona, le fa go ntse jalo boikepo jwa gago bo ntse setshubaba fela fa pele ga me”, go bua Jehofa Modimo.
”Mme go le gosi o ipolele boikepo jwa gago ka go re, o tloletse Jehofa Modimo wa gago, o gaseditse baeng mekgwa ya gago fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa akela lentswe la me”; go bua Jehofa.
”A re itelegeng mo ditlhongnyeng tsa rona! A tshosobagano ya rona e re khurumetse; gonne re leofetse Jehofa Modimo wa rona, rona le borraetsho, go tswa mo bokaung jwa rona le go tla mo motlheng wa gompieno, ga re ise re akele lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona.”
”Jerusalema, tlhapisa pelo ya gago boikepo, gore o tle o bolokwe. Ana megopolo ya gago e e bosula e tla tlhola nao ka lobaka lo lo kaye?
”A e rile ba sena go dira makgapha, a ba kile ba tlhajwa ke ditlhong? Nnyaa, ba ne ba sa tlhajwe ke ditlhong gope, le gone ba ne ba sa kake ba thunya. Ke gone ka moo ba tlaa wa mmogo le ba ba wang; mogang ke ba sekisang ba tlaa digelwa fa fatshe,” go bua Jehofa.
”Utlwa, wena lefatshe; bona, ke tlaa lere bosula mo bathong ba, e bong loungo lwa megopolo ya bone, ka ba se ka ba reetsa mafoko a me; le one molao wa me ba o ganne.
”“Bonang, lo ikanya mafoko a maaka, a a sa kakeng a thusa sepe. A lo tlaa utswa, lo bolaya batho, lo dira boaka, lo ikana ka maaka, lo fisetsa Baale maswalo, lo sala medimo e sele morago e lo sa e itseng, lo ba lo ema fa pele ga me mo ntlong, e, e e bidiwang ka leina la me, mme lo re: ‘Re golotswe!’ Gore lo tle lo dire makgapha a lona otlhe fela?
”Ke ka ntlha yang tšhaba e ya Jerusalema e releletse kwa morago ka tenego ya ka gale le ka gale? Ba tshegeditse tsietso thata, ba gana go boa.”
”Ka reetsa mme ka utlwa, mme ga ba a ka ba bua ka tshiamo; ga go motho ope yo o ikwatlhaelang boikepo jwa gagwe ka go re: “Ke dirile eng?” Mongwe le mongwe o fapogela tseleng ya gagwe, jaaka pitse e e sotlhomelang mo tlhabanong.
”“Ba obe loleme lwa bone, jaaka e ka bo e le bora jwa bone go tla ba bua maaka; mme ba nonofetse mo lefatsheng, mme e seng ntlheng ya boammaaruri: gonne ba tle ba tswe mo bosuleng bongwe, ba ye mo bosuleng jo bongwe, mme ga ba nkitse,” go bua Jehofa. “A mongwe le mongwe a itise mo go wa ga gabo, ope a se ka a ikanya ngwana a rraagwe; gonne ngwanaa rramotho mongwe le mongwe o tle a tlhalefeletse yo mongwe ruri, mme mongwe le mongwe wa ga gabo motho o tle a nne a tsamaye ka ditlabeletso. Mongwe le mongwe o tlaa tsietsa wa ga gabo, ga ba ketla ba bua boammaaruri; ba rutile diteme tsa bone go bua maaka; ba inaya letsapa la go dira boikepo.
”Loleme lwa bone ke motswi o o tlisang loso; lo bua tsietso; motho o a tle a bue kagiso le wa ga gabo ka molomo, mme mo pelong a mo laletse.
”Jehofa a re: “E re ka ba latlhile molao wa me o ke o beileng fa pele ga bone, mme ba se ka ba utlwa lentswe la me, le fa e le go sepela mo go lone; mme ba sepetse ka fa logwading lwa pelo tsa bone, ba ile le boBaale, mo ba go rutilweng ke borraabo.”
”Le fa maikepo a rona a re supa fa re le molato, a ko o dire fela ka ntlha ya leina la gago, Jehofa; gonne ditenego tsa rona di dintsi; re go leofetse.
”Jehofa, re ipolela boikepo jwa rona, le boikepo jwa borraetsho, gonne re go leofetse.
”Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e botlhoko thata; e mang yo o ka e itseng?
”Le mo baperofeting ba Jerusalema ke bonye selo se se tsitlisang marapo; ba a akafala, ba sepela ka maaka, ba thatafatsa diatla tsa badira bosula, mme go bo go se ope yo o boang mo boikepong jwa gagwe: botlhe fela ba fetogile, ba ntse jaaka Sotoma mo go nna, le banni ba teng ba ntse jaaka Gomora.”
”Le fa go ntse jalo ka roma batlhanka botlhe ba me kwa go lona, e bong baperofeti, ke phakela ke ba roma ke re: ‘Ao! ke a lo rapela, se direng selo se se makgapha se ke se ilang.’
”Ga ba ga retelela Jehofa go tlhola a itshokile, ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona, le ka ntlha ya dilo tse di makgapha tse lo di dirileng; ke gone ka moo lefatshe la lona le ntseng tshwafalo, le kgakgamatso le phutso go sena monni, jaaka go ntse gompieno.
”Ba ntlo ya Iseraele ga ba ketla ba go reetsa; gonne ga ba ketla ba reetsa nna; ka go bo botlhe ba ntlo ya Iseraele ba phatla e e logwadi, le pelo e e lesoko.
”“Morena Modimo o bua jaana a re: Ka ntlha ya go bo bomaswe jwa gago bo tshologile, le bosaikategang jwa gago bo senotswe ka boaka jwa gago le dinyatsi tsa gago; le ka ntlha ya medimo ya disetwa ya tsotlhe tsa gago tse di makgapha, le ka ntlha ya madi a bana ba gago ba o di ba neileng;
”Bona, boikepo jwa ga Sotoma monnao e ne e le jone jo; o ne a na le boikgodiso, le letlotlo la dijo, le boiketlo jo bo letlhogonolo, ene le bomorwadie; le gone ga a ka a thatafatsa seatla sa bahumanegi le batlhoki.
”Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.
”Mowa o o leofang, go tlaa swa one; ngwana ga a ketla a belega boikepo jwa ga rraagwe, le rra motho ga a ketla a belega boikepo jwa ngwana; tshiamo ya mosiami e tlaa nna mo go ene, le boikepo jwa moikepi bo tlaa nna mo go ene.
”“Fa moikepi a sokologa mo maleong otlhe a gagwe a o a dirileng, mme a tshegetsa ditao tsa me, a dira sone se se laotsweng le se se siameng, ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa. Ga go ketla go gakologelwa dipe tsa ditlolo tsa gagwe tse o ntloletseng ka tsone; o tlaa tshedisediwa tshiamo e o e dirileng. A ke na le kgatlhego mo losong lwa moleofi? Go bua Morena Modimo; mme bogolo a ga se gore a sokologe mo tseleng ya gagwe, mme a tshele?
”“Ya re fa mosiami a fapoga mo tshiamong ya gagwe, a dira boikepo, mme a dira ka fa dilong tse di makgapha tsotlhe tse moikepi o di dirang, a o tlaa tshela? Ga go ketla go gakologelwa dipe tsa ditiro tsa gagwe tsa tshiamo tse o di dirileng; mme mo tlolong e o e tlodileng, le mo boleong jo o bo leofileng, o tlaa swela mo go jone.
”Ya re fa mosiami a fapoga mo tshiamong ya gagwe a dira boikepo, mme a swela mo go jone; o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe jo ene o bo dirileng.
”Gape e a re fa moikepi a sokologa mo boikepong jwa gagwe jo o bo dirileng, mme a dira se se laotsweng le se se siameng, o tlaa tshedisa mowa wa gagwe. Ereka a gopola, mme a sokologa mo ditlolong tsotlhe tsa gagwe tse o di dirileng, ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa.
”“Ke gone ke tlaa lo sekisang, lona ba ntlo ya Iseraele, mongwe le mongwe ka fa ditseleng tsa gagwe, go bua Morena Modimo. Bowang, lo itshokolole mo ditlolong tsotlhe tsa lona; jalo boikepo bo tlaa bo bo se ketla bo lo senya. Latlhang ditlolo tsotlhe tsa lona tse lo tlodileng ka tsone; lo itirele pelo e ntšha le mowa o moša; ka go bo lwa bo lo ratelang go swa lona ba ntlo ya Iseraele? Gonne ga ke na kgatlhego epe mo losong lwa yo o swang, go bua Morena Modimo; mme ke gone itshokololeng, lo tshele.”
”Lo tlaa gakologelwa ditsela tsa lona teng, le ditiro tsotlhe tsa lona, tse lo iitshekolotseng ka tsone; mme lo tlaa ikila mo ponong ya lona ka ntlha ya masula otlhe a lo a dirileng.
”Mogang mosiami o sokologang mo tshiamong ya gagwe, mme a dira boikepo, o tlaa swela fela mo go jone. Mogang moikepi o sokologang mo boikepong jwa gagwe, mme a dira se se laotsweng le se se siameng, o tlaa tshela ka gone.
”Lo ema mo tšhakeng ya lona, lo dira tse di makgapha, monwe le mongwe o senya mosadi wa mongwe ka ene; mme a lona lo ka rua lefatshe?
”“Ga go na sepe fa e se go ikana le go tlola maikano, go bolaya, le go utswa, le go dira boaka; ba tla ba phomele, mme madi a batho a tshwaraganye le madi.
”Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Juta, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba ganne molao wa ga Jehofa, ba se ka ba tshegetsa ditao tsa gagwe, maaka a bone a ba timeditse, a borraabo ba ne ba a sala morago.
”A ke tlaa bo ke itshekile ke na le selekanyo sa pego sa tshiamololo, le kgetse ya makete a dilekanyo tsa bokete tsa tsietso? Gonne bahumi ba teng ba tletse thubakanyo, le banni ba teng ba buile maaka, le loleme lwa bone lo tsietso fela mo molomong wa bone.
”“Ke tlaa atamela kwa go lona mo tshekisong; ke tlaa nna mosupi yo o bofefo wa go supa baloi, le bagokafadi, le ba ba ikanang ka maaka; le ba ba patikang mothapiwa mo tuelong ya gagwe, le mosadi wa motlholagadi, le masiela, le ba ba faposang moeng mo tshiamelong ya gagwe, mme ba sa mpoife,” go bua Jehofa wa masomosomo.
”O tlaa bona ngwana wa mosimane; mme o tlaa mo raya leina o re, Jesu; gonne ke ene yo o tlaa gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.”
”Foo ga tswela kwa go ene Jerusalema, le lefatshe lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya Joretane; mme ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone.
”“Lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya motho; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla bo a na le go sekisiwa;’ mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo.
”“Lo utlwile fa go tulwe: ‘O se ka wa dira boaka.’ Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong. Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng. Fa seatla sa gago se segolo se go kgopisa, o se kgaole, o se latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.
”“Le gone go ne go tulwe: ‘Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a mo neye lokwalo lwa go mo tlhala.’ Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme le fa e le mang yo o tlaa mo nyalang a sena go tlhalwa o dira boaka.
”Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.
”O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)
”“Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraeno wa legodimo le ene o tlaa lo itshwarela le lona. Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a ketla a itshwarela ditlolo tsa lona.
”Fela jalo setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa loungo lo lo molemo; mme setlhare se se bosula se ungwa loungo lo lo bosula. Setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo bosula, le gone setlhare se se bosula ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo molemo. Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. Ke gone lo tlaa ba itse ka loungo lwa bone.
”“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’
”Ke gone ke lo rayang ke re: Batho ba tlaa itshwarelwa dibe tsotlhe le tlhapatso; mme tlhapatso e e tlhapatsang Mowa, ga e ketla e itshwarelwa. Le fa e le mang yo o tlaa buang lefoko le le nyatsang Morwa Motho, o tlaa go itshwarelwa; mme le fa e le mang yo o tlaa buang lefoko le le nyatsang Mowa o o Boitshepo, ga a ketla a go itshwarelwa, le fa e le mo lefatsheng leno, le fa e le mo go le le tlang.
”“Mme ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tlaa le buang, ba tlaa le bodiwa mo motlheng wa tsheko. Gonne o tlaa atlholelwa ka mafoko a gago, le ka mafoko a gago o tlaa sekisiwa.”
”Gonne mo pelong go tswa megopolo e e bosula, le dipolao, le dikgokafalo, le boaka, bogodu, le pateletso le dikgalo.
”Gonne motho o tlaa bo a ka thusega eng, le fa a ka fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Kgotsa, se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng?
”“Le fa e le mang yo o tlaa kgopisang mongwe wa ba babotlana ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, a ba a thabuediwa mo matenyeng a lewatle.
”“Fa seatla sa gago, kgotsa lonao lwa gago di go kgopisa, o di kgaole o di latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole kgotsa setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng o le diatla tsoo pedi kgotsa dinao tsoo pedi. Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo o le matlho oo mabedi.
”“Fa wa gaeno a go leofetse, ya o mo kaele molato wa gagwe lo le babedi fela; e tlaa re fa a go utlwile o tlaa bo o gapile wa gaeno. Mme fa a gana go utlwa, a go ye mongwe fela, le fa e le ba le babedi nao, gore lefoko lengwe le lengwe le tlhomamisiwe ka melomo ya basupi ba le babedi, le fa e le ba le bararo. Mme fa a gana go utlwa bone, ya o bolelele phuthego; mme fa a gana go utlwa le yone phuthego, mo go wena o mo kaye jaaka moditšhaba fela, le mokgethisi.
”Foo ga tla Petere a mo raya a re: “Morena, kana wa gaetsho o ka nteofela gakae, mme ke ntse ke mo itshwarela; a ke gasupa?” Jesu a mo raya a re: “Ga ke go reye ke re e nne gasupa; ka re, e nne ga 70 gasupa.
”“Fela jalo, Rre wa legodimo o tlaa direla lona, fa lo sa itshwarelane, mongwe le mongwe wa ga gabo ka dipelo tsa lona.”
”Le nna ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, mme a nyala yo mongwe, o dira boaka; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o dira boaka.”
”Mme bonang, mongwe a tla kwa go ene a re: “Moruti, ana, ke direng se se molemo, gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?” Mme a mo raya a re: “O mpoletsang ka ga se se molemo? Go mongwe fela yo o molemo; mme fa o rata go tsena mo botshelong, tshegetsa ditaolo.” A mo raya a re: “Dife?” Jesu a re: “O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa maaka; tlotla rraago le mmaago, gape, o rate wa gaeno jaaka o ithata.”
”“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo a tle lo tlhatswe bokafantle jwa senwelo le sejana, mme mo teng go bo go tletse tse di tswang patikong le tlhapelong.
”E tlaa re ka boikepo bo tlaa bo bo ntsifetse, lorato lwa bontsi bogolo lo tlaa tsidifala.
”gonne se ke madi a me a kgolagano e ntšha, a a tshololelwang ba le bantsi go tla ba itshwarelwa dibe.
”Lebelelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”
”Johane a tla, ene yo o neng a kolobetsa kwa nageng, a ba a rera kolobetso ya boikwatlhao jwa go itshwarela dibe. Mme ga tshologela kwa go ene ba lefatshe lotlhe la Jutea, le botlhe ba Jerusalema; ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone.
”a re: “Lobaka lo fitlhile, e bile bogosi jwa Modimo bo atametse; ikwatlhayeng, lo dumele Mafoko a a Molemo.”
”A ba a re: “Se se tswang mo teng ga motho, ke sone se se itshekololang motho. Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao, le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo; dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng, mme di itshekolole motho.”
”Fa seatla sa gago se go kgopa, o se kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole, bogolo go go tsena o le diatla tsoo pedi mo moleteng, mo molelong o o sa ka keng wa tingwa; (kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.)
”Mme fa lonao lwa gago lo go kgopa, o lo kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le setlhotsa, bogolo go go latlhelwa o le dinao tsoo pedi mo moleteng. (Kwa seboko sa bone se sa sweng teng le kwa molelo o sa tingweng teng.)
”Fa leitlho la gago le go kgopa, o le gonye; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo bogosing jwa Modimo o le moitlho, bogolo go go latlhelwa o le matlho mabedi mo moleteng. Kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.
”Ya re a sa tsamaela pele mo tseleng, ga tabogela mongwe kwa go ene, a mo khubamela ka mangole, a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo. Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, o se ka wa tsietsa, tlotla rraago le mmaago.’ ”
”E tle e ne e re lo ema lo rapela, fa mongwe a le molato le lona lo mo itshwarele; gore Rraeno yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. (
”Fa lona lo sa itshwarele, le gone Rraeno yo o kwa legodimong ga a ketla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.)”
”Lebelelang lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”
”go naya batho ba gagwe kitso ya poloko ka boitshwarelo jwa dibe tsa bone.
”Mme a tla mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya boikwatlhao jo bo bonang boitshwarelo jwa dibe;
”Jesu a ba fetola a re: “Ba ba itekanetseng ga ba dire ngaka sepe; fa e se ba ba lwalang fela. Ga ke a tla go bitsa basiami, fa e se baleofi fela, gore ba tle boikwatlhaong.”
”Ke gone ke go rayang ke re, dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe, gonne o ratile go le gogolo; mme yo o itshwaretsweng go le gobotlana, o rata go le gobotlana.” A raya mosadi a re: “Dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Ba ba dutseng nae ba ja, ba simolola go ithaya ba re: “E mang yo, yo o itshwarelang dibe le gone?”
”Ba ba fa go leng letlapa ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole lefoko ka boitumelo; bao, e re ka ba sena modi, ba dumele ka lobakanyana fela; mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.
”O re itshwarele dibe tsa rona; gonne le rona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona. O se re gogele mo thaelong.’ ”
”Ke a lo raya, go tlaa nna boitumelo fela jalo kwa legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go ka ga ba ba siameng ba le 99, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.
”Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”
”Mme a re: ‘Nnyaa, Aberahame, Rra; fa mongwe a tswa mo baswing a ya kwa go bone, ba tlaa ikwatlhaya.’ Mme a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gone ga ba ketla ba rapelesega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”
”Itiseng: E re fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele. Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a nna a boela mo go wena gasupa ka letsatsi a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele fela.”
”“Mme mokgethisi ene, a emela kwa kgakala, le e leng matlho a se ka a a lelaletsa legodimong, a ititaya sehuba a re: ‘Modimo, nkutlwela botlhoko, nna yo ke leng moleofi.’
”Molaodi mongwe a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se yo mongwe fela, e bong Modimo. Ditaolo o a di itse, di a re: “ ‘O se ka wa dira boaka, o se ka wa bolaya motho, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, tlotla rraago le mmaago.’ ”
”le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao, le boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.
”Ya re ka moso a bona Jesu a tla kwa go ene, mme a re: “Bonang, Kwana wa Modimo, yo o tlosang boleo jwa lefatshe!
”“Mme jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa gare ga naga, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa fela jalo; gore le fa e le mang yo o dumelang a bone botshelo jo bo sa khutleng mo go ene. Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe. Yo o dirang boammaaruri o tla leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe, fa di dirilwe mo Modimong.”
”Ya re morago ga moo, Jesu a mo fitlhela mo tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodisitswe; o se ka wa tlhola o leofa, e se re kgotsa se se bosula bogolo sa go wela.”
”ba mo raya ba re: “Moruti, mosadi yo, o tshwerwe mo boakeng, fela mo go jone. Jaana Moše o re laotse mo molaong, gore re kgobotletse yo o ntseng jalo ka maje, mme wena wa reng ka ga gagwe?” Mo ba go bua go mo leka gore ba bone ka fa ba ka mo nayang molato ka gone. Mme Jesu a inama, a kwala ka monwana mo mmung. Mme ya re ka ba fela ba ntse ba mmotsa, a inamologa, a ba raya a re: “Yo o se nang boleo mo go lona, a a mo kolope ka lentswe pele.” A ba a inama gape a kwala ka monwana mo mmung. Mme bone, ya re ba sena go utlwa jalo, ba tswa ka monokela, go simolola ka yo mogolo, go ya kwa go wa bofelo; mme Jesu a tlogelwa a le esi, le mosadi a ntse fa o neng a ntse teng fa gare. Jesu a inamologa a mo raya a re: “Mosadi, ba kae? A ga o a ka wa sekisiwa ke ope?” A re: “Ga go ope, Morena.” Jesu a re: “Le nna ga ke go sekise; tsamaya fela, mme o se ka wa tlhola o leofa.”
”Ke gone ke lo reileng ka re: ‘Lo tlaa swela mo dibeng tsa lona;’ gonne fa lo sa dumele fa ke le ene, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”
”Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, mongwe le mongwe yo o leofang ke motlhanka wa boleo.
”Re a itse fa Modimo o sa utlwe baleofi; mme fa motho le fa e le mang e le moobamedi wa Modimo, a ba a dira go rata ga one, yoo o a mo utlwa.
”Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo.
”“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.
”Mme ene o tlaa re a tsile, o tlaa senolela lefatshe molato ka ga boleo, le ka ga tshiamo, le ka ga katlholo; ka ga boleo, ka gobo ba sa dumele mo go nna; ka ga tshiamo, ka gobo ke ya kwa go Rara, mme lo sa tlhole lo mpona; ka ga katlholo ka gobo kgosana ya lefatshe leno e atlhotswe.
”Petere a ba raya a re: “Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.
”Ke gone, ikwatlhayeng, lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe, gore go tlo go tle metlha ya thudiso jalo, e e tswang fa pele ga Morena;
”“Lona ba lo thamo di thata, ba lo sa rupang mo dipelong le mo ditsebeng, lo a bo lo ntse lo ganela le Mowa o o Boitshepo. Jaaka borraeno ba kile ba nna ba dira, le lona lo dira jalo.
”Ke gone, o ikwatlhaele boikepo jo, o rapele Morena, e tle e re kgotsa kgakologelo ya pelo ya gago o e itshwarelwe.
”Jaana o diegelang? Nanoga, o kolobediwe, o itlhapise dibe, ka go bitsa leina la gagwe.’
”Gonne bogale jwa Modimo jo bo tswang legodimong, bo senoletswe boikepo jotlhe le tshiamololo, ya ba ba beteletseng boammaaruri mo tshiamololong;
”Ke gone ka moo, Modimo o ba lesitseng ba ineela mo masweng, ka fa dithatong tsa pelo tsa bone, ba ba ba tla ba tlotlololana mebele ya bone ka boatla. Ka ba anantse boammaaruri jwa Modimo ka maaka, ba obamela se se bopilweng, ba se direla bogolo go Mmopi yo o bakwang ka bosaengkae. Amen. Ke gone ka moo, Modimo o ba leseleditseng ba ineela mo dithatong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetola o e seng wa tlholego. Fela jalo banna le bone ba khutlela mosadi go tlhola ba dira ka ene jaaka mokgwa wa tlholego, mme ba gakalelane mo dikgatlhegong tsa bone, banna ba dira le banna ba bangwe mo go tlhabisang ditlhong, ba iponela mo go bone tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone.
”Fela jaaka ba ganne ba re, a Modimo o se nne mo kitsong ya bone, Modimo o ba lesitse ba ineela pelo e e manyelo fela, ba dira dilo tse di sa tshwanelang: Ba tlala tshiamololo yotlhe, le boikepo, le boiphetlho, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshetlha, le polao, le kgang, le tsietso, le pateletso. Ke balomatsebe, le basebi, le baila Modimo, le baikgantshi, le batlhoka mafoko, le babelafadi, le basimolodi ba dilo tse di bosula, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone. E le ba ba se nang tlhaloganyo, le batlodi ba dikgolagano, e le ba ba se nang lorato lo e leng lwa batho, e le ba ba se nang boutlwelobotlhoko. Ba, le fa ba itse molao wa Modimo o o reng, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanetse go swa, ba bo ba ntse ba di dira fela, le gone ba dumalane le ba ba di dirang.
”Ke gone ka re, ga o na seipato motho ke wena, le fa o le mang yo o sekisang; gonne mo o sekisang yo mongwe ka gone, o a bo o itshekisa ka gone gonne wena yo o sekisang, o a bo o ntse o dira tsone dilo tseo fela.
”Mo go ba ba ratang kgang, ba sa ineele mo boammaaruring, mme ba ineela mo tshiamololong, go tlaa nna bogale, le tšhakgalo, le pitlagano, le tlalelo e e mahehe, e bong mo mothong mongwe le mongwe yo o dirang bosula; mo Mojuteng pele, le gone mo Mogerikeng.
”e bong mo tsatsing le Modimo o tlaa atlholang masaitsiweng a batho ka lone, ka Jesu Keresete, ka fa thutong ya me.
”Jaana go ka tweng? A re a ba gaisa? Nnyaa, le fa e le mo gonnyennye; gonne, go le Bajuta, go le Bagerika, re ba kaile gale gore ba mo thateng ya boleo botlhe fela; jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela; ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo; ba fapogile botlhe, ba tlhobosegile mmogo; ga go ope yo o dirang molemo, le fa e ka bo e le yo mongwe fela.
”“Ga go na poifo epe ya Modimo fa pele ga matlho a bone.” Jaana re a itse fa dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le ba ba fa tlase ga molao; gore molomo mongwe le mongwe o thibale, le gore lefatshe lotlhe le bewe mo tshekisong ya Modimo.
”Gonne ga go nama epe e e tlaa siamisiwang mo matlhong a one ka ditiro tsa molao; gonne kitso ya boleo e tla ka molao.
”Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo; mme ba siamisiwa fela ka tshegofatso ya one, ka ntlha ya thekololo e e mo go Keresete Jesu; yo Modimo o mmeileng go nna seletlanyo, ka tumelo, ka madi a gagwe, gore a supe tshiamo ya one, ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng gale, ka boiphapaanyo jwa Modimo.
”“Go sego ba maleo a bone a itshwaretsweng, le ba dibe tsa bone di bipilweng.
”Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. Fa e le foo, bogolo thata re tlaa gololwa mo bogaleng jwa Modimo ka ene, ka jaana re siamisitswe ka madi a gagwe.
”Ke gone, jaaka boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile; gonne boleo bo ne bo le gone mo lefatsheng, lwa ba lwa fitlhelwa ke molao; mme boleo ga bo balelwe motho fa molao o seyo.
”Le gone gape molao o tsenye gore tlolo e tote; mme kwa tlolo e totileng teng, tshegofatso ya tota bogolo thatathata teng; e le gore, jaaka boleo bo busitse mo losong, le yone tshegofatso e tle e buse ka tshiamo go isa botshelong jo bo sa khutleng, ka Jesu Keresete Morena wa rona.
”Jalo, re tlaa reng? A re tlaa tswelela pele mo boleong, gore tshegofatso e tle e tote? A go se tualo, rona ba re kileng ra swa ka ga boleo, re tlaa nna re tshela jang mo go jona? Kgotsa a ga lo itse fa rona ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe?
”Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo. Gonne fa re patagantswe nae ka tshwano ya loso lwa gagwe, re tlaa nna jalo le ka tshwano ya go tsoga ga gagwe; ka re itse mo, gore botho jwa rona jwa bogologolo bo bapotswe nae, gore mmele wa boleo o nyelediwe, le gore re se ka ra tlhola re le mo kgolegong ya boleo; gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo.
”gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo. Fa re kile ra swa le Keresete, re a dumela fa le gone re tlaa tshela nae; ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene. Gonne loso lo o lo suleng, a lo swela ruri gangwe fela ka ga boleo; mme botshelo jo o bo tshedileng, o bo tshelela Modimo. Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu.
”Ke gone, a boleo bo se laole mo mmeleng wa lona o o nang le go swa, go ba lo tla lwa utlwa dithato tsa lone; le gone lo se ka lwa neela boleo ditokololo tsa lona go nna dilo tse di dirang tshiamololo; mme lo ineele mo Modimong, lo le batshedi ba lo duleng mo baswing, le ditokololo tsa lona, gore e nne dilo tse di dirang tshiamo mo Modimong. Gonne boleo ga bo ketla bo nna le taolo mo go lona; ka gobo ga lo mo thateng ya molao, lo mo thateng ya tshegofatso.
”Go ka tweng? A re tlaa leofa ka gobo re se mo thateng ya molao, mme re le mo thateng ya tshegofatso? A go se tualo. A ga lo itse fa yo lo mo ineelang jaaka batlhanka go mo utlwa, lo le batlhanka ba gagwe, yo lo mo utlwang; kgotsa ba boleo jo bo isang losong; kgotsa ba kutlo e e isang tshiamong?
”A go lebogwe Modimo, gonne le fa lo kile lwa ne lo le batlhanka ba boleo, lwa tla lwa nna ba ba utlwang ka pelo mokgwa wa thuto e lo e neetsweng; mme e rile ka lo golotswe mo boleong, lwa tla lwa nna batlhanka ba tshiamo. Ke bua ka fa mokgweng wa batho, ka ntlha ya thetelelo ya nama ya lona, gonne jaaka lo kile lwa ntsha ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba leswe, le ba boikepo jo bo isang boikepong; go ntse jalo gompieno, ntshang ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba tshiamo e e isang boitshepisong.
”Gonne e rile fa lo le batlhanka ba boleo, lwa bo lo gololosegile ka ga tshiamo. E ne ya re ka lobaka loo lwa nna le loungo mo dilong tse gompieno lo tlhajwang ke ditlhong ka ga tsone, gonne bokhutlo jwa dilo tseo ke loso.
”Jaana ka lo golotswe mo boleong, mme lo dule batlhanka ba Modimo, loungo lwa lona lo isa boitshepisong, mme bokhutlo ke botshelo jo bo sa khutleng. Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
”Gonne e rile re le mo nameng, dithato tsa boleo, tse di neng di ntse ka molao, tsa dira mo ditokololong tsa rona go ungwela loso. Jaanong re golotswe mo molaong, ka re sule ka ga se re neng re golegilwe ke sone; jalo re direla Modimo ka boša jwa mowa, e seng ka bogologolo jwa ditlhaka tsa lokwalo.
”Jalo re tlaa reng? A molao ke boleo? A go se tualo. Le fa go ntse jalo, nkabo ke se ka ka itse boleo fa e se ka molao; gonne nkabo ke se ka ka itse boiphetlho, fa molao o se ka wa re: “O se ka wa iphetlha.” Boleo, e rile ka bo bona kgoro ka taolo, jwa tsosa mo go nna mekgwa yotlhe ya go iphetlha; gonne kwa ntle ga molao boleo bo sule. E rile jale ka bo ke tshedile kwa ntle ga molao; mme e rile taolo e tla, boleo jwa rulwa, mme ka swa; mme taolo e e neng e isa botshelong, ka fitlhela e bile e le e e isang losong; gonne boleo, e rile ka bo bona kgoro ka taolo, jwa mphora, mme jwa mpolaya ka yone.
”Boleo, e rile ka bo bona kgoro ka taolo, jwa tsosa mo go nna mekgwa yotlhe ya go iphetlha; gonne kwa ntle ga molao boleo bo sule.
”Mme a ke go re se se molemo se iphetotse loso mo go nna? A go se tualo. Mme boleo jwa mpolaya ka se se molemo, gore bo tle bo bonale fa e le boleo; le gore boleo bo leofale thatathata ka ntlha ya taolo.
”Gonne re a itse fa molao e le wa semowa; mme nna ke wa senama, ke bapaditswe mo thateng ya boleo. Gonne se ke se dirang ga ke se itse: ka gobo se ke se ratang, ga se se ke se dirang; mme se ke se ilang, ke sone se ke se dirang. Mme fa se ke sa se rateng e le sone se ke se dirang, ke bo ke dumela molao fa o le molemo. Jalo e be e sa tlhole e le nna yo ke se dirang, e le boleo jo bo agileng mo go nna. Gonne ke a itse fa go sa aga sepe se se molemo mo go nna, ke go re mo nameng ya me; gonne go rata go bo go le mo go nna, mme go dira se se molemo ga go yo. Gonne molemo o ke o ratang, ga ke o dire; mme bosula jo ke sa bo rateng, ke jone ke bo dirang. Mme fa se ke sa se rateng e le sone se ke se dirang, ga e tlhole e le nna yo ke se dirang, mme ke boleo jo bo agileng mo go nna.
”Jalo, ke fitlhela go le molao wa go re, mo go nna yo ke ratang go dira molemo, bosula boo bo ntse bo le teng. Gonne ke natefelwa ke molao wa Modimo ka fa bothong jwa ka fa teng; mme ke fitlhela molao o sele mo ditokololong tsa me, o o tlhabanang le molao wa pelo ya me, mme o ntsenya mo kgolegong ya molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me. A motho wa mogolo nna! E mang yo o tlaa nkgololang mo mmeleng wa loso lo? Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona. Jalo yo e leng nna, ke direla molao wa Modimo ka pelo; mme ke direla molao wa boleo ka nama.
”Ke gone jaanong go se nang tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu. Gonne molao wa Mowa wa botshelo mo go Keresete Jesu, o nkgolotse mo molaong wa boleo le wa loso. Gonne se molao o ne o retelelwa ke go se dira, ka gobo o le bokoa ka fa nameng, Modimo wa sekisa boleo mo nameng ka go roma Morwa wa one a le mo tshwanong ya nama e e leofang, a bile a le setlhabelelo sa boleo; gore se molao o se lopang se tle se dirafale mo go rona, ba re sa tsamayeng ka fa nameng, mme e le ka fa Moweng. Gonne ba ba leng ka fa nameng ba tlhokometse dilo tsa nama; mme ba ba ka fa Moweng ba tlhokometse dilo tsa Mowa. Gonne maikutlo a nama ke loso, mme maikutlo a Mowa ke botshelo le kagiso; ka maikutlo a nama e le go nna bobaba le Modimo; gonne ga a laolwe ke molao wa Modimo, le gone go bo go sa ka ke ga nna jalo. Ba ba mo nameng ga ba ka ke ba kgatlha Modimo.
”Jalo bakaulengwe, re golegilwe, e seng ke nama, e se gore re tshele ka fa nameng; gonne fa lo tshela ka fa nameng, lo na le go swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka Mowa, lo tlaa tshela.
”Eo ke yone kgolagano ya me nabo, mogang ke tlosang dibe tsa bone.
”A lorato lo nne fela lo se na boitimokanyo. Ilang se se bosula; ngaparelang se se molemo.
”Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.”
”A re sepeleng ka tshiamo, jaaka mo motshegareng; e seng mo tlhapelong, le mo go tagweng, e seng mo boakeng le mo bofaweng, e seng mo kgannyeng le mo lefufeng. Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.
”Mme wena, ana o sekisetsang wa gaeno? E bile o nyaletsang wa gaeno e ntse e le wena fela? Gonne rotlhe re tlaa ema fa pele ga senno sa tshekelo sa Modimo.
”Yo o jang a belaela, o a sekisiwa, ka a sa je ka tumelo, mme le fa e le eng se e seng sa tumelo, ke boleo.
”Jaana ke a lo rapela, bagaetsho, ka re, lepang ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso tse di fapaanyeng, le thuto e lo e ithutileng; mme lo kgaogane nabo. Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Keresete, fa e se dimpa tsa bone fela; ba tle ba tsietse dipelo tsa ba ba bopegileng senyana, ka puo ya bone e e borethe, e e ntle.
”A ga lo itse fa lo le tempele ya Modimo, le gone fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona? Fa motho le fa e le mang a senya tempele ya Modimo, le ene Modimo o tlaa mo senya; gonne tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yone.
”Ke lo kwaletse mo lokwalong lwa me ka re, lo se ka lwa nna le bokopano le baakafadi; ka bo ke sa reye baakafadi ba lefatshe fela, le fa e le baiphetlhi le baikgagapeledi, le fa e le baobamedi ba medimo ya disetwa; gonne jalo e tlaa bo e le gore lo tswe mo lefatsheng. Mme gompieno ke lo kwalela gore e tle e re fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le moakafadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re yo o ntseng jalo, nnyaa, lo se ka lwa tlwaelana nae le fa e le go ja nae. Gonne ke dirang ka go sekisa ba ba kwa ntle? A ga lo sekise ba ba mo teng? E tswa ba ba kwa ntle bone Modimo o a ba sekisa. Tlosang motho yo o bosula mo gare ga lona.
”Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.
”Tshabang boaka. Boleo jotlhe jo motho o bo dirang bo kwa ntle ga mmele; yo o dirang boaka o leofela mmele wa gagwe. Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona; gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa, ke gone galaletsang Modimo mo mmeleng wa lona.
”Le gone a re se direng boaka, jaaka bangwe ba bone ba kile ba dira, mme ba swa ka letsatsi le le lengwe fela, ba le 23 000. Le gone a re se lekeng Morena, jaaka bangwe ba bone ba kile ba mo leka, mme ba bolawa ke dinoga. Le gone lo se ka lwa ngongorega, jaaka bangwe ba bone ba kile ba ngongorega, mme ba nyelediwa ke mosenyi. Jaana dilo tse, di ba dirafaletse ka mokgwa wa sekaelo; mme tsa kwalwa gore di nne tlhagiso mo go rona, ba dikhutlo tsa metlha di wetseng mo go rona. Ke gone yo o gopolang gore o eme, a itise gore a se ka a wa.
”Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela.
”Gonne e rile pelepele ka lo neela mo le nna ke go amogetseng, e bong gore Keresete o swetse dibe tsa rona ka fa dikwalong; le gore, o ne a fitlhwa; le gore, o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa dikwalong;
”Lo se ka lwa tsietsega: “Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.” Tsitsibogelang kwa tshiamong, mme se leofeng; gonne bangwe ga ba na kitso ya Modimo; mo, ke go bua go lo tlhabisa ditlhong.
”Lobelela lwa loso ke boleo; mme thata ya boleo ke molao.
”Gonne rotlhe re na le go bonadiwa fa pele ga senno sa tshekelo sa ga Keresete, gore mongwe le mongwe a amogele dilo tse di dirilweng mo mmeleng, ka fa o dirileng ka teng, gongwe e le molemo, gongwe e le bosula.
”Ene yo o ne a sa itse boleo bope, o mo dirile go nna boleo mo boemong jwa rona; gore rona re nne tshiamo ya Modimo mo go ene.
”Baratwa, e re ka re na le dipolelo tse tsa tsholofetso, a re itshekiseng mo maitshekologong otlhe, a nama le a mowa, re itekaneditse boitshepo mo go boifeng Modimo.
”Gonne ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, fa ke fitlha, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka nka bo ke rata; mme le nna ka fitlhelwa ke ntse ka fa lo sa rateng ka teng; ka re e se re kgotsa motlha mongwe ga nna kgang, le lefufa, le magale, le dikgaogano, le ditshebo, le go loma tsebe, le dipudulogo, le dikhuduego; ka re, e tle e re kgotsa fa ke fitlha gape, Modimo wa me wa nkokobetsa fa pele ga lona, mme ka lelela ba le bantsi ba bone ba ba leofileng gale, ba se ka ba ikwatlhaela bomaswe, le boaka, le bopepe, bo ba di dirileng.
”Lokwalo lo tswaletse dilo tsotlhe mo boleong, gore polelo ya tsholofetso, e e emeng ka tumelo mo go Jesu Keresete, e newe bone ba ba dumelang.
”Ka re, sepelang ka Mowa, mme ga lo ketla lo dirafatsa thato ya nama. Gonne dithato tsa nama di tlhabana le Mowa, le Mowa o tlhabana le nama; gonne dilo tse di a tlhabana; e le gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang fela. Fa lo gogwa ke Mowa, lo bo lo se fa tlase ga molao.
”Jaana ditiro tsa nama di a bonala, tse e leng boaka le bomaswe, le bopepe, le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo; ke lo tlhagisa ka ga tsone, fela jaaka nkile ka lo tlhagisa, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.
”Mme ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama, le dikgotelo le dithato tsa yone. Fa re tshela ka Mowa, le gone a re sepeleng ka Mowa.
”Bagaetsho, le fa motho a tshwerwe mo tlolong nngwe, lona ba lo leng ba semowa, sokololang yo o ntseng jalo ka mowa wa bonolo; o ntse o ipona, e se re kgotsa le wena wa raelwa.
”Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.
”Re na le thekololo ya rona mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, ka fa dikhumong tsa tshegofatso ya one,
”Le lona o lo rudisitse, jale ka lo ne lo sule ka ditlolo tsa lona le dibe, tse e rileng gale lwa sepela mo go tsone ka fa mokgweng wa lefatshe leno, ka fa taolong ya kgosana ya thata ya loapi, ya mowa o gompieno o dirang mo baneng ba ba kgopo. Le rona rotlhe re kile ra tshela nabo mo dithatong tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama le tsa megopolo, mme mo tlholegong ya rona re le bana ba re tshwanetseng bogale, fela jaaka ba bangwe.
”Ke gone ke bua lefoko le, ke bile ke supa mo Moreneng, ka re, lo se ka lwa tlhola lo sepela jaaka Baditšhaba ba sepela, mo boithamakong jwa dipelo tsa bone. Ka ba fifaditswe mo tlhaloganyong ya bone, ba le baeng ba sa itse botshelo jwa Modimo ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone, ka go kgwaralala ga dipelo tsa bone, ba e reng ka ba fegetswe ke maikutlo, boo ba ineela mo bopepeng, go dira maswe otlhe ka bopelotshetlha.
”Ke go re, ka ga mokgwa wa botshelo jwa lona jwa gale, lo apole motho wa bogologolo, yo o bolang ka fa dithatong tsa tsietso; le go re, lo šafadiwe mo moweng wa pelo tsa lona. Lo apare motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo boitshepong jwa boammaaruri.
”A go latlhwe mangadingadi, kgakalo, bogale, komang, go kgala le kilo yotlhe.
”Mme boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi; le fa e le matlhapa, le fa e le puo ya dinyana, le fa e le dinyao, tse e leng dilo tse di sa tshwanelang; mme bogolo go ntshiwe malebogo. Gonne mo lo a itse ka tlhomamo, fa go se seaka, le fa e le motho yo o maswe, le fa e le moiphetlhi, yo e leng moobamedi wa medimo ya disetwa, yo o ka nnang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo. A motho ope a se ka a lo tsietsa ka mafoko a a lolea fela, gonne bogale jwa Modimo bo tla mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone dilo tseo.
”Lo se ka lwa nna le bolekane le ditiro tsa lefifi tse di se nang loungo, mme bogolo lo di kgalemele. Gonne dilo tse di dirwang ke bone mo sephiring, di tlhabisa ditlhong le di bolelwa fela.
”Se tagweng ke bojalwa, ka bo na le tlhapeo, lo tladiwe ke Mowa.
”Le lona, ka e rile mo motlheng o o fetileng lwa bo lo ikgogonne lo le baba mo pelong tsa lona, mo tirong tsa lona tse di bosula, le fa go ntse jalo jaanong, o lo letlile mo mmeleng wa gagwe wa senama, ka loso, gore a tle a lo beye fa pele ga gagwe lo le boitshepo, lo se na selabe, lo se na bonyadio;
”Ke gone, bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa; e le dilo tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone; tse le lona lo kileng lwa tsamaya mo go tsone jale, ka lo tshelela mo go tsone dilo tseo. Mme jaanong, le lona lo latlhe dilo tse tsotlhe fela; e bong bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa botlhabisa ditlhong; lo di tlose mo melomong ya lona. Se akalaneng; ka lo apotse motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe;
”Gonne yo o dirang tshokamo o tlaa ba a bona ka fa tshokamong e o e dirileng; mme ga go na tlhaolo ya batho.
”Gonne mo ke go rata ga Modimo, e bong boitshepiso jwa lona, ke gore, lo ithibe mo boakeng; gore mongwe le mongwe wa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nne mo boitshepong le mo tlotlong.
”Gonne Modimo ga o a re biletsa bomaswe; o re bileditse mo boitshepisong fela. Ke gone yo o ganang, ga a gane motho, fa e se Modimo, o o lo nayang Mowa wa one o o Boitshepo.
”mme lekang dilo tsotlhe; sone se se molemo lo se tshware thata; lo ithibe mo go sengwe le sengwe se se mo tshwanong ya bosula. A Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe fela; go le mewa ya lona, le dipelo tsa lona, le mebele ya lona, a go bolokwe go le mmogo, le ka go tlhoka molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete.
”a le mo molelong o o tutumang, a itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu.
”a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho, le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng;
”Go boikanngo lefoko le, le bile le tshwanetse kamogelo yotlhe, le le reng, Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi; ba ke leng tlhogo mo go bone. Le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ntlha ya gore Jesu Keresete a bonatse bopelotelele jwa gagwe jotlhe mo go nna, ke le wa tlhogo, gore e nne sekao sa ba ba tlaa namang ba dumela mo go ene, go tla ba bona botshelo jo bo sa khutleng.
”Ba ba leofang o ba kgalemele mo ponong ya botlhe, gore ba bangwe le bone ba nne mo poifong.
”Dibe tsa batho ba bangwe di a bonala, di fetela pele di ya tshekisong; tsa batho ba bangwe le bone di ba sale morago.
”Ba ba eletsang go huma ba tle ba wele mo thaelong, le mo serung le mo dithatong di le dintsi tsa bosilo, le tse di senyang, tse di nwetseng batho mo tshenyegong le mo tatlhegong. Gonne go rata madi ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe, ke mo e rileng bangwe ba go gwalalela, ba timelwa ke tumelo, mme ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.
”Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo. Gonne ba ga bone bao ke ba ba kukunelang mo matlong, ba ya go gapa basadi ba dieleele ba ba tletseng dibe, ba gogwa ke dithato dingwe le dingwe, e le ba ba ntseng ba ithuta, ba sa nonofa gope go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.
”Mme batho ba ba bosula le batsietsi ba tlaa nna ba sulafalela pele fela ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.
”Ba re ba itse Modimo; mme ba o itatole ka ditiro tsa bone, ka ba le makgapha, ba le kgopo, ba tlhobosegile ka ga tiro nngwe le nngwe e e molemo.
”Gonne e rile gale le rona ra bo re le dieleele, re sa utlwe, re tsiediwa, re direla dithato dingwe le dingwe le dikgatlhego, re tshela ka peloetlhoi, le mo bopelotshetlheng, re le ba ba ilegang, re bile re ilana.
”Gonne e re ka ene ka esi a bogisegile ka a raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang.
”Lo laane ka malatsi otlhe, ka go sa ntse go ka twe: “Gompieno,” gore ope wa lona a se ka a kgwaraladiwa ke tsietso ya boleo.
”Ka go sa ntse go twe: “Gompieno, fa lo utlwa lentswe la one, se ikgwaralatseng pelo tsa lona jaaka mo kgakatsong.”
”Gonne moperesiti yo mogolo yo re nang nae, ga se yo o sa ka keng a angwa ke go utlwana le rona makoa a rona; mme ke yo o kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a se na boleo.
”Gonne, ba ba itshepisitsweng o ba dirile boitekanelo ka bosakhutleng, ka tshupelo e le nngwe fela. Le Mowa o o Boitshepo o a re supetsa; gonne o rile o sena go bua go re: “Kgolagano e ke tlaa e dirang nabo morago ga metlha eo ke e,” go bua Jehofa. “Ke tlaa baya melao ya me mo dipelong tsa bone, le mo mogopolong wa bone ke tlaa e kwala.” Foo a re: “Le dibe tsa bone, le ditshiamololo tsa bone, ga nketla ke tlhola ke di gakologelwa gope.” Jaana kwa boitshwarelo jwa tsone tse bo leng teng, ga go tlhole go na le tshupelelo ya boleo teng.
”Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe. Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi. Motho yo o nyaditseng molao wa ga Moše o swa fela a sa tlhomogelwe pelo, ka lefoko la basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo. Fa lo gopola, ene yo o gatakileng Morwa Modimo ka dinao, a ba a kaya madi a kgolagano, a o itshepisitsweng ka one, a re, ke selo fela se se sa itshepang, a rumola Mowa wa tshegofatso, ana ene o tlaa kaiwa a tshwanetswe ke petso e e botlhoko bo kae? Gonne re a mo itse yo o rileng: “Pusoloso ke ya me, ke tlaa lefetsa.” Gape ga twe: “Jehofa o tlaa atlholela batho ba gagwe.” Ke se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshedileng.
”Ke gone, e re ka re dikanyeditswe ke boidiidi jo bo kalokalo jwa basupi, a le rona re latlheng bokete bongwe le bongwe, le boleo jo bo bofefo go re rareetsa, mme a re sianeng ka bopelotelele tshiano e re e beilweng pele,
”Go ganela ga lona ga go ise go ko go fitlhe mo go tshologeng madi, lo ganela le boleo.
”Latelang kagiso le batho botlhe, le boitshepiso jo go seng motho ope yo o tlaa bonang Morena kwa ntle ga jone.
”A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.
”Go sego motho yo o itshokelang diteko; gonne o tlaa re a sena go lekwa a lebogwe, a bone serwalo sa botshelo, se Morena o se solofeditseng ba ba mo ratang. Motho ope a se ka a re a raelwa a re: “Ke raelwa ke Modimo,” gonne Modimo ga o ka ke wa raelwa wa dira bosula, le one ka osi ga o raele motho ope. Motho mongwe le mongwe o a raelwa fa a faposiwa ke e e leng thato ya gagwe, mme a fepisiwa. Foo thato, e re e sena go emera, e tsale boleo; mme boleo jo, bo re bo sena go gola, bo tsale loso. Lo se ka lwa tsietsega, bagaetsho ba ba rategang.
”Ke gone ka re, latlhang bomaswe jotlhe, le go penologa ga boikepo, mme lo amogele ka bonolo lefoko le le tlhomilweng, le le nonofileng go boloka mewa ya lona. Lo nne badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela, lo iphora fela.
”Gonne le fa e le mang yo o bolokang molao otlhe, mme a kgotswa mo go o mongwe fela, o itirile molato mo go one otlhe fela.
”Ana dintwa di tswa kae, le ditlhabano di tswa kae mo go lona? A ga di tswe mo, e bong mo dikgatlhegong tse di lwang mo ditokololong tsa lona? Lo tle lo eletse, mme ga lo bone sepe; lo bolaye, lo nne lefufa, lo retelelwe ke go bona sepe; lo tlhabane, lo lwe, mme ga lo bone sepe ka gobo lo sa lope.
”Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo. Kgotsa a lo gopola gore lokwalo lo lo buela lefela, fa lo re: Mowa o o o agisitseng mo go rona, o tlhologelelwa go ka re isa bopelotshetlheng. Mme o tle o okeletse batho tshegofatso. Ke gone lokwalo lo buang lo re: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.” Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba. Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela. Itloseng leswe mo diatleng, baleofi ke lona; lo intlafatse dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi. Ipatikeng, lo hutsafale, lo lele; a go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge pelo e botlhoko. Ingotlafatseng fa pele ga Morena, mme o tlaa lo goletsa.
”Lo se ka lwa sebana, bagaetsho. Yo o sebang mokaulengwe kgotsa a sekisa mokaulengwe wa gagwe, o seba molao, o sekisa molao; mme fa o nyatsa molao, ga o modiri wa molao, o mosekisi wa one. Motlhomi wa molao o mongwe fela, le moatlhodi, e bong ene yo o nonofileng go boloka le go senya; wena o bo o le mang yo o sekisang wa gaeno?
”Ke gone, yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.
”a a itse fa yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, a ba a bipa bontsi jwa dibe.
”Lo nne jaaka bana ba ba utlwang, lo sa ipope ka fa dithatong tsa lona tsa gale, tsa motlha wa go tlhoka go itse ga lona. Mme jaaka yo o lo biditseng a le boitshepo, le lona lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona; ka go kwadilwe ga twe: “Lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.”
”Ke gone, latlhang boikepo jotlhe, le boferefere jotlhe, le maitimokanyo, le mapelotshetlha, le dipuo tsotlhe tse di maswe.
”Bagaetsho, ke a lo rapela jaaka bajaki ba baeti, ka re, lo ithibe mo dithatong tsa senama tse di tlhabanang le mowa wa motho;
”yo e leng ene ka esi o belegeng dibe tsa rona mo mmeleng wa gagwe a le mo setlhareng, gore rona, ka re sule ka ga dibe, re tle re tshelele tshiamo; yo e leng ene yo lo fodisiwang ka dingalo tsa gagwe. Gonne lo ne lo timela jaaka dinku; gompieno lo boetse mo go Modisa le Mookami wa mewa ya lona.
”Ka Keresete le ene a bogile botlhoko gangwe fela, ka ntlha ya maleo, a le mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re lere mo Modimong; a bolawa mo nameng, a rudisiwa mo moweng;
”Ke gone, e re ka Keresete a kile a boga botlhoko mo nameng, le lona lo tlhomele one mogopolo oo; gonne yo o bogileng botlhoko mo nameng o baketse boleo; gore e tle e re mo lobakeng lo lo setseng lwa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelela dithato tsa batho, fa e se go rata ga Modimo fela. Gonne lobaka lo lo fetileng lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye lwa go dira keletso ya Baditšhaba, le lwa go tsamaya mo bopepeng le mo dithatong le mo go nweng bojalwa, le mo ditlhapelong, le mo ditagong, le mo ditirelong tse di makgapha tsa medimo ya disetwa;
”Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ka ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng. Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele jale mo lobakeng lo ba leofileng ka lone, mme wa ba latlhela mo moleteng, wa ba tswalela mo meleteng e e lefifi, go tla ba letisiwa motlha wa tshekiso;
”Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mopetsong, go tle go tsamaye letsatsi la tshekiso le be le ba fitlhele. Mme bogolo bone ba ba tsamayang ka fa nameng mo thatong e e leswefatsang, mme ba nyatse taolo. E le ba ba pelokgale, le ba ba bogoma, ba sa boife go kgala ba ba tlotlegang;
”Ba na le matlho a a tletseng boaka, le a a sa ka keng a bakela boleo; ba fepise mewa e e akgaakgegang; ba na le pelo e e tlwaetseng boiphetlho; ke bana ba ba hutsegileng.
”Go ba dirafaletse ka fa lefokong la ammaaruri le le reng: “Ntša e boetse matlhatseng a yone, le kolobe e e tlhapisitsweng e boetse mo go bidikameng mo seretseng.”
”Lo ntse lo itse mo pele, gore mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone.
”Fa re re re na le bolekane le one, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, mme ga re dire boammaaruri. Mme fa re tsamaya mo leseding, jaaka one o le mo leseding, re na le bolekane, mongwe le yo mongwe; mme madi a ga Jesu Morwa one a re tlhapisa mo boleong jotlhe. Fa re re ga re na boleo bope, re a itsietsa, le boammaaruri ga bo yo mo go rona. Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe. Fa re re, ga re a leofa, re a o akisa, le lefoko la one ga le yo mo go rona.
”Banyana ba me, dilo tse ke a di lo kwalela, gore lo tle lo se ka lwa leofa. Mme fa motho mongwe a leofa re na le Mmueledi kwa go Rara, e bong mosiami Jesu Keresete. Ke ene seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona; e be e se sa tsona rona tsosi fela, mme le gone e le sa tsa lefatshe lotlhe. Ke gone ka fa re itseng ka teng fa re mo itse, fa re boloka ditaolo tsa gagwe. Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa boloke ditaolo tsa gagwe, o maaka; boammaaruri ga bo yo mo go ene. Mme le fa e le mang yo o bolokang lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo dirilwe boitekanelo mo go ene. Ke gone ka fa re itseng fa re le mo go ene ka teng: Yo o reng o ntse mo go ene, o tshwanetse le ene a bo a tsamaya fela jaaka ene a kile a tsamaya.
”Mme yo o ilang mogagabo, o mo lefifing, o bile o tsamaya mo lefifing, ga a itse kwa o yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse matlho.
”Ke lo kwalela, banyana ba me, ka gobo lo itshwaretswe dibe tsa lona, ka ntlha ya leina la gagwe.
”Se rateng lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga lo yo mo go ene. Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo, ga se ga Rara, ke ga lefatshe. Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.
”Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o dira boiphefero mo molaong; boleo ke boiphefero mo molaong. Lo a itse fa a bonatshitswe gore a tlose boleo; mme mo go ene ga go na boleo. Le fa e le mang yo o nnelang ruri mo go ene ga a leofe; yo o leofang ga a ise a mmone, le fa e le go mo itse. Banyana ba me, a motho ope a se ka a lo gogela timelong; yo o dirang tshiamo o tshiamo, fela jaaka le ene a le tshiamo. Yo o dirang boleo ke oo rra diabolo; gonne diabolo o sa le a leofa le mo tshimologong. Morwa Modimo o bonatsheditswe moo, gore a senye ditiro tsa diabolo. Yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo bope, ka peo ya one e nnela ruri mo go ene, mme ga a ka ke a leofa, ka a tsetswe ke Modimo. Bana ba Modimo ba farologanyesega ka mokgwa o le bana ba diabolo; yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng mogagabo.
”Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.
”Mme le fa e le mang yo o nang le dilo tsa lefatshe, mme a bona mogagabo a tlhoka, a ikitsa go mo tlhomogela pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene?
”Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
”Fa motho mongwe a bona mogagabo a dira boleo bongwe, e se jo bo isang losong, o tlaa lopa, Modimo o tlaa mo naya botshelo jwa ba ba sa direng boleo jo bo isang losong. Go na le boleo jo bo isang losong; ga ke bue ka ga jone, fa ke re, a a lope. Tshiamololo yotlhe ke boleo; mme go na le boleo jo bo sa iseng losong. Re a itse gore le fa e le mang yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; mme yo o tsetsweng ke Modimo o a ikgapa, yo o bosula ga a mo ame.
”Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.
”A tla go dirafaletsa botlhe katlholo, le go tshwarisa baikepi botlhe ditiro tsotlhe tsa boikepo tse ba di dirileng ka go ikepa, le dilo tse di thata tsotlhe, tse baleofi ba ba ikepang ba di buileng ka ga gagwe.”
”Ba ke bangongoregi le bagaladi, ba ba tsamayang ka fa dithatong tsa bone – melomo ya bone e bua mafoko a matona a a budulogileng – ba tlhaola batho ka go solofela thuso.
”Ka re, o ikwatlhaye; fa go sa nna jalo, ke tlaa ya ka bonako koo go wena, ke tlhabana nabo ka tšhaka ya molomo wa me.
”Mme ka mo naya lobaka gore a ikwatlhaye; mme ga a rate go ikwatlhaela kgokafalo ya gagwe.
”Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o se tsididi, o bile o se molelo. Ke rata wa bo o le tsididi kgotsa molelo. E re ka o le motlha fela, o e molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me.
”Le gone ga ba a ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone, le fa e le boloi jwa bone, le fa e le kgokafalo ya bone, le fa e le bogodu jwa bone.
”Ka utlwa lentswe le lengwe le le tswang legodimong le re: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe: Gonne dibe tsa gagwe di ile go fitlha le kwa legodimong, Modimo o gakologetswe maikepo a gagwe.
”Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone.
”Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”
”Ga go ketla go tsena mo go one sepe se se itshekologileng gope, le fa e le ene yo o dirang se se makgapha le maaka; fa e se ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa botshelo lwa ga Kwana fela.
”Yo o leng tshiamololo, a a nne a dire tshiamololo; yo o leng leswe, a a nne a leswefadiwe; yo o leng tshiamo, a a nne a dire tshiamo, le yo o leng boitshepo a a nne a dirwe boitshepo fela jalo.”
”Kwa ntle go dintša, le baloi, le bagokafadi, le babolai, le badiredi ba medimo ya disetwa, le mongwe le mongwe yo o ratang a ba a dira maaka.
”