19 – Kereke

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Kereke.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Matthew 18:20

Gonne kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegileng gone, ka leina la me, foo nna ke gone mo gare ga bone.”

Matthew 20:26-28

Ga go ketla go nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o ratang go tla a nna mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona; le gone le fa e le mang yo o ratang go nna wa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa lona; fela jaaka Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”

Acts 4:31-35

E rile ba sena go rapela, felo fa ba phuthegetseng teng ga reketla; mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, mme ba nna ba bua lefoko la Modimo ka pelokgale. Bontsi jwa ba ba dumetseng ba bo ba le pelo nngwe fela le mowa mongwe fela; ga bo go se ope wa bone yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse. Baaposetole ba supa ka ga go tsoga ga Morena Jesu, ka nonofo e kgolo; mme tshegofatso e kgolo ya nna mo go bone botlhe. Le gone ga bo go se ope mo go bone yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba nang le masimo kgotsa matlo, ba a rekisa, mme ba tlisa madi a dilo tse di rekisitsweng. Ba a baya fa dinaong tsa baaposetole; mme ga abelwa mongwe le mongwe ka fa o tlhokang ka gone.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 313

Genesis 28:17

A boifa a re: “Kana felo fano go boitshega jang! Ga se gope go sele fa e se ntlo ya Modimo fela; fano ke mojako wa legodimo.”

Genesis 28:22

Lentswe le ke le tlhomileng motloutlo le tlaa nna ntlo ya Modimo; mo go tsotlhe tse o tlaa di nnayang, ruri ke tlaa go naya sa bosome.”

Exodus 13:21-22

E re motshegare, Jehofa a ba etelele pele a le mo mosipuring wa leru, go tla a ba goga mo tseleng; bosigo a le mo mosipuring wa molelo go tla a ba naya lesedi, gore ba nne ba tsamaye motshegare le bosigo. Ga se ka ga tloga mosipuri wa leru motshegare, le fa e le mosipuri wa molelo bosigo fa pele ga batho.

Exodus 19:5-6

Ke gone, fa ruri lo ka reetsa lentswe la me, lwa tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tlaa nna boswabotshwerwe jwa me go feta ditšhaba tsotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me; lo tlaa bo lo ntse bogosi jwa baperesiti mo go nna, le morafe o o boitshepo. A, ke mafoko a o tla a buang le bana ba Iseraele.”

Exodus 19:22

Le bone baperesiti, ba ba atamelang kwa go Jehofa, a ba iitshepise, e se re kgotsa Jehofa a ba phomegela.”

Exodus 25:8

Ba ntirele ntlo e e itshepileng gore ke tle ke age mo go bone.

Exodus 33:9-11

Go dirale e re fa Moše a tsena mo Mogopeng, mosipuri wa leru o fologe, o eme fa mojakong wa Mogope; Jehofa a bue le Moše. E re batho botlhe fa ba bona mosipuri wa leru o eme fa mojakong wa Mogope; ba nanoge ba obame, mongwe le mongwe a le fa mojakong wa mogope wa gagwe. Jehofa o ne a tle a bue le Moše go lebanywe ka difatlhogo, jaaka motho a tle a bue le tsala ya gagwe. Mme ene a boele kwa bothibelelong; mme modiredi wa gagwe, e bong Jošua morwa Nune, motho wa lekau, a se ke a tlogele mogope.

Leviticus 10:9-10

“O se ka wa nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, wena le bomorwao nao, fa lo tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, gore lo se ka lwa swa; e nne molao ka bosakhutleng go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona; le gore lo farologanye dilo tse di itshepileng, le tse e leng dilo fela, tse di itshekologileng, le tse di itshekileng;

Numbers 9:15-16

E rile ka letsatsi le motlaagana o tlhomilweng ka lone leru la khurumetsa motlaagana, e bong mogope wa tshupo; mme ya re maitseboa la nna mo motlaaganeng jaaka ekete ponalo ya molelo go ya go fitlha mo mosong. Ga nna fela jalo ka metlha yotlhe: Leru le o khurumetse, mme bosigo go bonale jaaka molelo.

2 Samuel 7:6

Gonne e sa le ka letsatsi le ke ntshitseng bana ba Iseraele mo Egepeto ka lone, nako ke eno, ga ke ise nke ke age mo ntlong, ke ntse ke tsamaya mo mogopeng le mo motlaaganeng fela.

1 Kings 6:12-13

“Ka ga ntlo e o e agang, fa o sepela mo melaong ya me, o ba o tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa me go sepela mo go tsone; foo ke tlaa go tlhomamisetsa lefoko la me, le ke le buileng le Dafite rraago. Ke tlaa aga mo baneng ba Iseraele, ga nketla ke latlha Baiseraele batho ba me.”

1 Kings 8:10-11

Ga dirala ya re baperesiti ba sena go tswa mo felong ga boitshepo, leru la tlala ka ntlo ya ga Jehofa. Baperesiti ba ba ba retelelwa ke go ema ba direla ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya ga Jehofa.

1 Kings 9:1

Ga dirala e rile Solomone a sena go wetsa kago ya ntlo ya ga Jehofa, le ntlo ya kgosi, le keletso yotlhe ya ga Solomone e o ne a kgatlhwa ke go e dira,

2 Kings 22:8

Hilekia moperesiti yo mogolo a raya Shafane mokwaledi a re: “Ke bonye lokwalo lwa molao mo ntlong ya ga Jehofa.” Hilekia a neela Shafane lokwalo, a lo bala.

2 Kings 23:7

A thubaka matlo a basotoma a a ne a le fa ntlong ya ga Jehofa kwa basadi ba ne ba logelela Modimako megope gone.

1 Chronicles 22:19

Jaana tlhomamisang pelo ya lona le mowa wa lona mo go batleng Jehofa Modimo wa lona; ke gone nanogang, lo age ntlo e e itshepileng ya ga Jehofa Modimo, go tla lo lere letlole la kgolagano ya ga Jehofa, le dilwana tse di itshepileng tsa Modimo, mo ntlong e e tlaa agelwang leina la ga Jehofa.”

2 Chronicles 5:13-14

Ga dirala fela ya re baletsi ba dinaka le baopedi ba ntse jaaka motho a le mongwe fela, ba dira gore go utlwale modumo o le mongwe fela mo go bakeng le mo go lebogeng Jehofa; ya re ba tsholetsa lentswe la bone ka dinaka, le disemebala, le dilo tsa kopelo, ba baka Jehofa, ba re: “Gonne o molemo; gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.” Foo ntlo ya tlala leru, e bong ntlo ya ga Jehofa. Baperesiti ba ba ba retelelwa ke go ema ba direla ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya Modimo.

2 Chronicles 7:1-3

Jaana e rile Solomone a sena go wetsa go rapela, molelo wa fologa kwa legodimong, wa nyeletsa tshupelo e e fisiwang le ditlhabelo; mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka ntlo. Baperesiti ba retelelwa ke go tsena mo ntlong ya ga Jehofa, gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya Jehofa. E rile molelo o fologa le kgalelo ya ga Jehofa e le mo ntlong, bana botlhe ba Iseraele ba bo ba lebile; mme ba ikobela ka difatlhogo fa fatshe mo bopapathong jwa matlapa, ba obamela ba leboga Jehofa ba re: “Gonne o molemo, le boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.”

2 Chronicles 23:19

Mme a tlhoma balebedi fa dikgorong tsa ntlo ya ga Jehofa, gore go se ka ga tsena ope yo o itshekologileng ka sengwe.

2 Chronicles 30:8

Jaana lo se ka lwa nna thamo di thata, jaaka borraeno ba ne ba ntse; ineeleng mo go Jehofa, lo tsene mo felong ga gagwe ga boitshepo, mo o go itshepisitseng ka bosakhutleng, lo direle Jehofa Modimo wa lona, gore bogale jwa gagwe jo bo tukang bo lo fapoge.

2 Chronicles 31:4

Gape a laola batho ba ba agileng mo Jerusalema, gore ba ntshe kabelo ya baperesiti le Balefi, gore ba ineele mo molaong wa ga Jehofa.

2 Chronicles 36:15

Mme Jehofa, Modimo wa borraabo, a roma kwa go bone ka barongwa ba gagwe, a phakela a ba roma; gonne a utlwela batho ba gagwe botlhoko, le felo ga boago jwa gagwe;

Nehemiah 8:8

Ba bala mo lokwalong, mo molaong wa Modimo, ka thanolo; ba phutholola mafoko, mme batho ba tlhaloganya go balwa ga one.

Nehemiah 10:39

Gonne Baiseraele le bana ba ga Lefi ba tlaa isa tshupelo ya tsholetso ya mabele, le ya bojalwa jwa mofine le ya lookwane mo matlwaneng, kwa dilwana tsa felo ga boitshepo di teng, le kwa baperesiti ba ba direlang, le balebedi ba kgoro, le baopedi ba teng; mme ga re ketla re latlha ntlo ya Modimo wa rona.”

Psalms 16:3

Ka ga baitshepi ba ba mo lefatsheng, ke bone batlotlegi bogolo, ba go itumela ga me gotlhe go leng mo go bone.

Psalms 22:22

Ke tlaa kakanyetsa bana ba ga rre leina la gago; mo gare ga phuthego ke tlaa go baka.

Psalms 23:6

Ruri molemo o tlaa ntshala morago le boutlwelobotlhoko, ka malatsi otlhe a go tshela ga me; mme ke tlaa aga mo ntlong ya ga Jehofa ka bosakhutleng.

Psalms 27:4

Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa, ke sone se ke tlaa se senkang; ke gore ke tle ke age mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa me, go leba bontle jwa ga Jehofa le go botsa mo tempeleng ya gagwe.

Psalms 28:9

Boloka batho ba gago, mme o segofatse boswa jwa gago; o ba otle le gone, o ba belege ka bosakhutleng.

Psalms 34:3

A ko lo godiseng Jehofa le nna, a re goletseng leina la gagwe mmogo.

Psalms 42:4

Dilo tse, ke a di gakologelwa, mme ke tsholole mowa wa me mo teng ga me, jaaka ke ne ke tle ke ye le bontsi jwa batho ke ba gogela kwa ntlong ya Modimo, ka lentswe la boitumelo le pako, e le bontsi jo bo ilelang letsatsi la modiro.

Psalms 65:4

Go sego motho yo o mo itshenkelang, wa mo ikatametsa gore a age mo malwapeng a gago; re tlaa kgora molemo wa ntlo ya gago, e bong felo ga boitshepo ga tempele ya gago.

Psalms 68:6

Ba ba lore, Modimo o tle o ba dire motse; bagolegwi o ba ntshetse go kokotlegela; mme batsuolodi bone, ba agile mo lefatsheng la lokgere.

Psalms 79:13

Jalo rona batho ba re leng ba gago, re leng dinku tsa bofulo jwa gago, re tlaa go ntshetsa malebogo ka bosenabokhutlo; pako ya gago re tlaa e bonaletsa pele mo tshikatshikeng tsotlhe.

Psalms 84:1-4

Ana metlaagana ya gago e mentlentle jang, wena Jehofa wa masomosomo! Mowa wa me o tlhologeletswe, ee, o idibalela fela malwapa a ga Jehofa; pelo ya me le nama ya me di kurueletsa Modimo o o tshedileng. Ee, thaga e iponetse ntlo, le peolwane setlhaga, fa e ka bayang mamphorwana a yone gone, e bong dibeso tsa gago, Jehofa wa masomosomo, Kgosi ya me, le Modimo wa me. Go sego ba ba agileng mo ntlong ya gago; ba tlaa fela ba ntse ba go baka. Sela.

Psalms 84:10

Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malwapeng a gago, le gaisa malatsi a a makgolo a le some. Ke rata ka nna molebedi wa kgoro mo ntlong ya Modimo bogolo go go aga mo megopeng ya boikepo.

Psalms 89:7

E le Modimo o o boitshegang thata mo lekgotleng la baitshepi; e le o o nang le go sisimogwa bogolo go botlhe ba ba o dikanyeditseng?

Psalms 92:13

Ba ba tlhomilweng mo ntlong ya ga Jehofa ba tlaa kgaba mo malwapeng a Modimo wa rona.

Psalms 111:1

Bakang Jehofa. Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo ka pelo yotlhe ya me mo lekgotleng la bathokgami, le mo phuthegong.

Psalms 122:1

E rile ba nthaya ba re: “A re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa,” ka itumela.

Psalms 127:1

Fa Jehofa a sa age ntlo, ba ba e agang ba direla lefela; fa Jehofa a sa dise motse, molebedi o tsogela lefela fela.

Psalms 133:1

Bonang, go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo nngwe fela.

Psalms 149:1

Bakang Jehofa. Opelelang Jehofa sefela se seša, le pako ya gagwe mo phuthegong ya baitshepi.

Proverbs 22:6

Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.

Proverbs 27:17

Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.

Ecclesiastes 5:1

O re o tsena mo ntlong ya Modimo o nannabetse lonao lwa gago; gonne go atamela go utlwa, go molemo bogolo go setlhabelo sa dieleele, gonne ga di itse fa di dira bosula.

Isaiah 6:1

E rile ka ngwaga o Usia o suleng ka one, ka bona Morena a dutse mo setulong sa bogosi, se le kwa godimo, se tsholetsegile, mme meja ya dikobo tsa gagwe ya tlala ka tempele.

Isaiah 6:8-9

Mme ka utlwa lentswe la Morena, le re: “Ke tlaa roma mang? E mang yo o tlaa re elang?” Foo ga bua nna, ka re: “Ke fano, roma nna.” Ene a re: “Ya o reye tshaba e, o re: ‘Go utlwa lo a utlwa, mme lo bo lo sa tlhaloganye; go bona lo a bona, mme lo bo lo sa lemoge.’

Isaiah 52:11

Tsamayang, tsamayang, lo tswe gone, lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; tlogang, lo tswe mo gare ga gone; lo nne bantle, lona ba lo rweleng dijana tsa ga Jehofa.

Isaiah 56:6-7

“Le bone baeng ba ba ikopanyang le Jehofa go mo direla, le go rata leina la ga Jehofa, le go nna batlhanka ba gagwe, mongwe le mongwe yo o ilelang sabata a sa o tlhapatse, le kgolagano ya me ba e tshwara ka thata; ba le bone ke tlaa ba lere mo thabeng ya me e e boitshepo, ke ba jesa monate mo ntlong ya me ya thapelo; ditshupelo tsa bone tsa phiso, le ditlhabelo tsa bone, di tlaa amogelwa mo sebesong sa me; gonne ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya borapelelo jwa ditšhaba tsotlhe.

Jeremiah 3:15

Ke tlaa lo naya badisa ka fa pelong ya me, ba ba tlaa lo jesang ka kitso le tlhaloganyo.

Jeremiah 23:1-4

“A bo go latlhega badisa ba ba senyang ba falatsa dinku tsa bohulo jwa me!” Go bua Jehofa. Ke gone ka moo Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana ka ga badisa ba ba otlang batho ba me, a re: “Lo faladitse letsomane la me, lo ba lelekile, mme ga lo a ka lwa ba tlhola; bonang, ke tlaa lo sekisetsa bosula jwa ditiro tsa lona,” go bua Jehofa. “Ke tlaa phutha malotsi a letsomane la me, ke a ntsha kwa mafatsheng kwa ke a leleketseng teng, ke tlaa ba ke a bosetsa mo marakaneng a one, a tlaa bona lotsalo a ntsifala. Ke tlaa tlhoma badisa mo go one ba ba tlaa a otlang; ga a ketla a tlhola a boifa, le fa e le go tseana, le gone ga go ketla go tlhokafala lepe,” go bua Jehofa.

Jeremiah 23:11

“Gonne go le moperofeti go le moperesiti ba tlhapafetse botlhe, ee, ke fitlhetse boikepo jwa bone mo ntlong ya me,” go bua Jehofa.

Ezekiel 3:17-21

“Morwa motho, ke go beile molebedi wa ba ntlo ya Iseraele; ke gone utlwa lefoko la molomo wa me, mme o ba neye tlhagiso e e tswang mo go nna. Ya re fa ke raya moikepi, ke re: ‘Ruri o tlaa swa;’ mme o sa mo tlhagise, o sa bue go tlhagisa moikepi go mo faposa tseleng ya gagwe ya boikepo, go tla o boloka botshelo jwa gagwe; moikepi yoo o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe; mme madi a gagwe ke tlaa a lopa mo seatleng sa gago. Le fa go ntse jalo e re fa o tlhagisa moikepi, mme a sa sokologe mo boikepong jwa gagwe, le fa e le mo tseleng ya gagwe ya boikepo, o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe; mme wena o bo o golotse mowa wa gago. “Gape, ya re fa mosiami a fapoga mo tshiamong ya gagwe, a dira boikepo, mme ke baya sekgopi fa pele ga gagwe, o tlaa swa; e re ka o se ka wa mo tlhagisa, o tlaa swela mo boleong jwa gagwe, mme ditiro tsa gagwe tsa tshiamo tse o kileng a di dira ga di ketla di gakologelwa; mme madi a gagwe ke tlaa a lopa mo seatleng sa gago. Le fa go ntse jalo, ya re fa o tlhagisa mosiami, gore mosiami a se ka a leofa, mme a sa leofe, ruri o tlaa tshela, ka a tlhagisegile; le wena o bo o golotse mowa wa gago.”

Ezekiel 22:26

Baperesiti ba yona ba sentse molao wa me, ba tlhapaditse dilo tsa me tse di boitshepo; ga ba a farologanya dilo tse di boitshepo le tse e leng dilo fela, le gone ga ba a farologanyetsa batho dilo tse di sa itshekang le tse di itshekileng, ba bile ba subetse bosabata ba me matlho, mme ke tlhapatsegile mo go bone.

Ezekiel 34:2-6

“Morwa motho, perofesa o nyatse badisa ba Iseraele, perofesa, o ba reye, e bong badisa, o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: A bo go latlhega badisa ba Iseraele ba ba ijesang fela! Badisa a ga ba a tshwanela go fudisa dinku? Lo ja mafura, lo ikapesa ka bobowa, lo tlhaba tse di nonneng; mme ga lo fudise dinku. Tse di bobolang ga lo a di thatafatsa, ga lo a fodisa tse di lwalang, ga lo a fapa tse di robegileng, le gone ga lo a busa tse di lelekilweng, ga lo a batla tse di timetseng; mme lo di laotse ka kgolo le patiko. Di ne di faletse ka go bo modisa a seyo. Tsa nna dijo tsa dibatana tsotlhe tsa naga, mme di ne di faletse. Dinku tsa me tsa timelela mo dithabeng tsotlhe, le mo lekhubung lengwe le lengwe. Ee, dinku tsa me di ne di gasametse mo lefatsheng lotlhe; mme go se na ope yo o di senkang le fa e le go di latela.

Ezekiel 34:7-10

“Ke gone, lona badisa utlwang lefoko la ga Jehofa, a re: Jaaka ke tshedile, go bua Morena Modimo: Ruri, e re ka dinku tsa me e ne e le dilo tsa go bolawa fela, dinku tsa me tsa nna dijo tsa dibatana tsotlhe tsa naga, ka go bo modisa a na a seyo, le gone badisa ba me ba se ka ba batla dinku tsa me, mme badisa ba ijesa fela, ba se ka ba fudisa dinku tsa me; ke gona, lona badisa utlwang lefoko la ga Jehofa; Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlhabana le badisa; ke tlaa lopa dinku tsa me mo seatleng sa bone, mme ke tlaa ba khutlisa mo go tlholeng ba fudisa dinku; le gone badisa ga ba ketla ba tlhola ba ijesa fela; ke tlaa golola dinku tsa me mo ganong la bone, gore di se nne dijo tsa bone.

Ezekiel 34:20-22

“Ke gone ka moo Morena Modimo o buang nabo jaana, a re: Bonang, nna e bong nna, ke tlaa sekaseka gare ga dihutshane tse di nonneng le dihutshane tse di mokodue. Ereka lo kgorometsa ka lotlhakore le ka lerudi, lo šegola tse di lwalang tsotlhe ka dinaka tsa lona, go tsamaya lo di falaletsa kwa ntle; ke gone ka moo ke tlaa bolokang letsomane la me, mme ga le ketla le tlhola le nna kgapo; ke tlaa sekaseka gare ga dihutshane le dihutshane.

Ezekiel 34:23

Ke tlaa di tlhomela modisa a le mongwe fela, mme o tlaa di fudisa, e bong motlhanka wa me Dafite; o tlaa di fudisa, mme o tlaa nna modisa wa tsone.

Ezekiel 37:27

Le motlaagana wa me o tlaa nna le bone; ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.

Ezekiel 44:4

Foo a nkisa ka tsela ya kgoro ya botsheka fa pele ga ntlo; mme ka leba, mme bonang, kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka ntlo ya ga Jehofa; mme ka wela ka sefatlhogo sa me fa fatshe.

Ezekiel 44:23

“Ba tlaa ruta batho ba me go farologanya dilo tse di itshepileng le tse e leng dilo fela, ba ba ba lemotsha se se itshekologileng le se se itshekileng.

Ezekiel 44:27

E tlaa re ka tsatsi le o tsenang ka lone mo felong ga boitshepo, mo lolwapeng lwa ka fa teng, a ya go direla mo felong ga boitshepo, a ise tshupelelo ya gagwe ya boleo, go bua Morena Modimo.

Ezekiel 45:4

Ke kabelo ya lefatshe e e itshepileng; e tlaa nna ga baperesiti, badiredi ba felo ga boitshepo, ba ba atamelang go direla Jehofa; e tlaa nna felo ga mantlo a bone, le felo mo go itshepileng ga felo ga boitshepo.

Joel 2:28-29

“Go tlaa dirala morago ga mo, go re ke thele mowa wa me mo bathong botlhe; bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tlaa perofesa, banna bagolo ba lona ba tlaa lora ditoro, makau a lona a tlaa bona diponatshegelo. Le mo batlhankeng le mo malateng ke tlaa thela mowa wa me mo metlheng eo.

Amos 3:7

Ruri Morena Modimo o tlaa bo a sa dire sepe, fa e se ka go senolela batlhanka ba gagwe baperofeti leoma la gagwe.

Haggai 2:7-9

Ke tlaa reketlisa merafe yotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe di tlaa tla, mme ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo,’ go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Selefera ke ya me, le gouta ke ya me,’ go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele,’ go bua Jehofa wa masomosomo; ‘ke tlaa aba kagiso mo felong fa,’ go bua Jehofa wa masomosomo.”

Malachi 2:7

“Gonne dipounama tsa moperesiti di tshwanetse go tshegetsa kitso, mme batho ba tshwanetse go botsa molao mo molomong wa gagwe; gonne ke ene morongwa wa ga Jehofa wa masomosomo.

Malachi 3:10

Lereng ditsabosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo, gore go tle go nne dijo mo tlong ya me, mme lo tle lo nteke ka gone,” go bua Jehofa wa masomosomo, “lo bone boo ga nketla ke le bulela dikgoro tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.

Matthew 4:19

Mme a ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tlaa lo dira batshwara batho.”

Matthew 4:23

Mme Jesu a tsamayatsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a ruta mo matlong a thuto a bone, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa malwetse mangwe le mangwe otlhe, le dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe mo bathong.

Matthew 6:7

“Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela fela jaaka Baditšhaba ba tle ba dire; gonne ba gopola gore ba tlaa utlwiwa ka ntlha ya go bue bobe ga bone.

Matthew 6:33

Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.

Matthew 7:15

“Lo itise mo baperofeting ba e seng bone, ba ba tlang mo go lona ba apere jaaka dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang.

Matthew 9:35-38

Mme Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela. Ya re a bona matshutitshuti a batho, a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa. Foo a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela. Ke gone, rapelang Morena wa thobo, gore a rome barobi mo thobong ya gagwe.”

Matthew 10:1

A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.

Matthew 10:8

Fodisang babobodi, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, kgoromeletsang mewa e e maswe ntle. Lo amogetse fela, nayang fela.

Matthew 10:17

Lo itise mo bathong; gonne ba tlaa lo neela ditshekong, ba tlaa lo seola mo matlong a bone a thuto.

Matthew 10:40-42

“Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng. Yo o tsholang moperofeti ka leina la moperofeti, o tlaa bona tuelo ya moperofeti; le yo o tsholang mosiami ka leina la mosiami, o tlaa bona tuelo ya mosiami. Le fa e le mang yo o tlaa nayang mongwe wa babotlana ba, le fa e ka bo e le metsi a a tsididi fela ka senwelo, ka leina la me, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.”

Matthew 13:54

Ya re a fitlha mo lefatsheng la ga gabo, a ba ruta mo ntlong ya bone ya thuto, ba ba ba gakgamala ba re: “Monna yo o tshotse botlhale jo le ditiro tse tsa nonofo kae?

Matthew 16:18-19

Le nna ke go raya ke re: O Petere, mme ke tlaa aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dinonofo tsa Bobipo ga di ketla di e fenya. Ke tlaa go neela dikopololo tsa bogosi jwa legodimo; se o tlaa se bofang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofilwe kwa legodimong; mme se o tlaa se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofolotswe kwa legodimong.”

Matthew 18:12-13

“Lo gopola jang? Fa motho mongwe a na le dinku di le lekgolo, mme fa nngwe ya tsone e timetse, a ga a tlogele tse di 99, mme a ya kwa dithabeng, a batla e e timetseng? Mme e tlaa re fa go dirala a ya a e bona, ruri ke a lo raya, o itumelela yone bogolo go tse 99 tse di se kang tsa timela.

Matthew 18:15-17

“Fa wa gaeno a go leofetse, ya o mo kaele molato wa gagwe lo le babedi fela; e tlaa re fa a go utlwile o tlaa bo o gapile wa gaeno. Mme fa a gana go utlwa, a go ye mongwe fela, le fa e le ba le babedi nao, gore lefoko lengwe le lengwe le tlhomamisiwe ka melomo ya basupi ba le babedi, le fa e le ba le bararo. Mme fa a gana go utlwa bone, ya o bolelele phuthego; mme fa a gana go utlwa le yone phuthego, mo go wena o mo kaye jaaka moditšhaba fela, le mokgethisi.

Matthew 18:20

Gonne kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegileng gone, ka leina la me, foo nna ke gone mo gare ga bone.”

Matthew 20:26-28

Ga go ketla go nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o ratang go tla a nna mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona; le gone le fa e le mang yo o ratang go nna wa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa lona; fela jaaka Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”

Matthew 21:12-13

Mme Jesu a tsena mo tempeleng ya Modimo, mme a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi. A ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo’; mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”

Matthew 21:14-15

Difofu le ba ba tlhotsang ba tla kwa go ene mo tempeleng; mme a ba fodisa. Mme ya re baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona dilo tse di gakgamatsang tse o di dirang, le banyana ba duduetsa ba re: “Hosana, Morwa Dafite,” ba šakgala.

Matthew 23:8-12

Mme lona, lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne Moruti wa lona o mongwe fela, mme lona lotlhe lo bomorwa Rraalona. Lo se ka lwa bitsa ope rraeno mo lefatsheng; gonne Rraeno o mongwe fela yo o kwa legodimong. Le gone lo se ka lwa bidiwa Beng, gonne Mong wa lona o mongwe fela, e bong Keresete. Yo o leng mogolo bogolo mo go lona o tlaa nna modiredi wa lona. Le fa e le mang yo o tlaa ikgodisang, o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.

Matthew 24:24

Gonne go tlaa tsoga boKeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tlaa bonatsa ditshupo tse dikgolo, le dikgakgamatso; gore fa go ka nna jalo, ba timetse le ba e leng baitshenkedwi ka bosi.

Matthew 25:36

ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’

Matthew 27:51

Mme bonang, sesiro sa tempele sa gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la roroma; le mafika a phatloga;

Matthew 28:19-20

Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Morwa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.”

Mark 1:39-41

Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a tsena mo matlong a bone a thuto, a rera, a kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Ga tla molepero kwa go ene, a mo khubamela; a mo raya a re: “Fa o rata o na le thata ya go mphepafatsa.” Ya re ka a tlhomoga pelo, a otlolola letsogo, a mo ama, a mo raya a re: “Ke a rata, phepafadiwa.”

Mark 3:14-15

A tlhaola ba le 12 gore ba nne nae, gore a tle a ba rome ba ye go rera Mafoko a a Molemo, le gore ba nne le thata ya go kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Mme ke ba:

Mark 6:2

E rile go tla Sabata, a simolola go ruta mo ntlong ya thuto. Mme batho ba le bantsi ba re ba mo utlwa ba gakgamala ba re: “Monna yo, o tshotse kae dilo tse? Gape, botlhale jo bo neilweng monna yo, ke jo bo ntseng jang? Le ditiro tsa nonofo tse di ntseng jaana, tse di dirwang ka diatla tsa gagwe di kaya eng?

Mark 7:7-9

Ba nkobamelela lefela, ka ba ruta ka dithuto tse e leng melao ya batho fela.’ “Lo tlogela taolo ya Modimo, lo tshegeditse mekgwa ya batho fela.” A ba raya a re: “Lo ganela ruri taolo ya Modimo, gore lo tshegetse mekgwa ya lona.

Mark 7:13

mme lo dira lefoko la Modimo lolea fela ka mekgwa ya lona e lo e bolelang, le dilo tse dintsi tse di ntseng jalo lo a di dira.”

Mark 9:41

Gonne le fa e le mang yo o tlaa lo nosang metsi ka senwelo, ka gobo lo le ba ga Keresete, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a tlhoka tuelo ya gagwe gope.

Mark 11:15-17

Mme ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo tempeleng, a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang, le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi; a se ka a leseletsa motho ope go ralala tempele a tshotse sejana. Mme a ruta, a ba raya a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe’? Mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”

Mark 13:2

Jesu a mo raya a re: “A o a di bona dikago tse dikgolo tse? Ga go ketla go tlogelwa fa lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, le le se ketlang le dingwa.”

Mark 13:9

“Lo itise, gonne ba tlaa lo neela mo makgotleng; lo tlaa bediwa mo matlong a thuto; lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone.

Mark 15:38

Mme sesiro sa tempele sa garoga ka bogare, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase.

Mark 16:15-18

A ba raya a re: “Yang mo lefatsheng lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Mafoko a a Molemo. Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa. Ditshupo tse, di tlaa dirana le ba ba dumelang: ba tlaa kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la me; ba tlaa bua dipuo tse dintšha; ba tlaa tsholetsa dinoga, mme fa ba ka nwa se se bolayang, ga se ketla se ba utlwisa botlhoko gope; ba tlaa baya diatla mo balwetseng, mme ba tlaa fola.”

Mark 16:20

Mme bone ba tswa, ba rera Mafoko a a Molemo mo ntlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa lefoko ka ditshupo tse di diranang najo. Amen.

Luke 4:16

Mme a fitlha mo Nasaretha kwa o goletseng teng; mme a tsena mo ntlong ya thuto ka letsatsi la Sabata jaaka a tlwaetse, a ema gore a bale.

Luke 4:32-36

Mme ba gakgamalela thuto ya gagwe; ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata. Mo ntlong ya thuto ga bo go le motho yo o nang le mowa o o maswe, mme a goa ka lentswe le legolo. A re: “Hee! Re go dirang wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene; o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, o tswe mo go ene,” ya re mowa o o maswe o sena go mo piriganya fa gare ga bone, wa tswa mo go ene, mme wa se ka wa mo utlwisa botlhoko. Botlhe ba welwa ke kgakgamalo, ba raana ba re: “Ana lefoko le ke la eng? Gonne o laola mewa e e maswe ka thata le ka nonofo, mme e tswe.”

Luke 4:44

Mme a nna a rera mo matlong a thuto a Galilea.

Luke 5:10

le bone boJakobe jalo le Johane, bomorwa Sebete, e le balekane ba ga Simone. Jesu a raya Simone a re: “O se ka wa boifa; go simolola ka leno o tlaa tshwara batho.”

Luke 6:6

Ga dirala ya re ka Sabata o mongwe, a tsena mo ntlong ya thuto, a ruta; ga bo go le monna teng, yo seatla sa gagwe se segolo se omeletseng.

Luke 6:40

Morutwa ga a mogolo go feta moruti wa gagwe; mongwe le mongwe mogang o itekanelang o tlaa nna jaaka moruti wa gagwe.

Luke 9:1-2

A phutha ba ba 12, a ba naya thata le taolo go laola mewa e e maswe yotlhe, le go fodisa malwetse. A ba roma gore ba ye go rera bogosi jwa Modimo, le go fodisa ba ba lwalang.

Luke 12:31-32

Bogolo batlang bogosi jwa one, mme dilo tsotlhe tse, lo tlaa di okelediwa. “Letsomanyane, se boifeng, gonne Rraeno o natefelwa ke go lo naya bogosi.

Luke 13:10-14

Ya re ka letsatsi la Sabata a bo a ruta mo go nngwe ya matlo a thuto. Bonang, ga bo go le motsadi mongwe yo o sa leng a tsenwa ke mowa wa seemera, ka dinyaga di le 18; mme a bo a hutaganye; a sa ka ke a ikinamolola ka gope. Mme Jesu ya re a mmona, a mmitsa, a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo seemereng sa gago.” Mme a baya diatla tsa gagwe mo go ene, mme a siamisiwa fela ka bonako; mme a galaletsa Modimo. Molaodi wa ntlo ya thuto ka a gakaditswe ke Jesu, ka a fodisitse ka letsatsi la Sabata, a raya batho a re: “Go malatsi a le marataro a batho ba tshwanetseng go dira ka one; ke gone tlang lo fodisiwe ka one, e seng ka letsatsi la Sabata.”

Luke 15:4-7

“Motho ke ofe wa lona yo e ka reng a na le dinku di le lekgolo, mme fa nngwe ya tsone e timela, yo o se keng a tlogela tse di 99 mo nageng, a ye go batla e e timetseng, go tle go tsamaye a e bone? Mme o tlaa re a sena go e bona, a e beye mo magetleng a gagwe, a itumele. E re a tla mo gae a phuthe ditsala tsa gagwe le ba ga gabo, a ba reye a re: ‘Itumeleng le nna, gonne ke bonye nku etsho e e neng e timetse.’ Ke a lo raya, go tlaa nna boitumelo fela jalo kwa legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go ka ga ba ba siameng ba le 99, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.

Luke 17:3

Itiseng: E re fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele.

Luke 23:45

Lesedi la letsatsi le ntse le fifala; mme sesiro sa tempele sa fatoga ka bogare.

Luke 24:52-53

Mme ba mo obamela; ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo; ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.

John 2:15-17

A tshopha senteo sa megala, a di lelekela tsotlhe kwa ntle ga tempele, dinku le dikgomo; le madi a ba ba a ananyang a a goromeletsa fa fatshe, le dimati tsa bone a di pitikolola; ba ba rekisang maphoi a ba raya a re: “Tlosang dilo tse fa; se ntsheng ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” Barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa go kwadilwe ga twe: “Tlhoafalelo ya ntlo ya gago e tlaa nja.”

John 6:53

Foo Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo sa je nama ya Morwa Motho, fa lo sa nwe madi a gagwe, ga go na botshelo mo go lona.

John 10:16

Ke bile ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela.

John 13:34-35

Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane. Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.”

John 16:2-3

Ba tlaa lo kgaola mo matlong a thuto. Ee, motlha o etla, o mongwe le mongwe yo o lo bolayang ka one, o tlaa gopola gore o direla Modimo. Dilo tse ba tlaa di dira, ka gobo ba ntse ba sa itse Rara, le fa e le nna.

John 17:11

Ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng, mme ke ya koo go wena. Rara yo o boitshepo, ba boloke ka leina la gago le o le nneileng, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona.

John 17:16-17

Bone ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe. Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri.

John 17:21-22

gore ba nne bangwe fela botlhe; fela jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna mo go wena, gore le bone ba nne mo go rona, gore lefatshe le dumele fa o nthomile. Le kgalalelo e o e nneileng, ke e neile bone, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona re le mongwe fela.

John 21:15-17

Jalo e rile ba sena go fitlhola, Jesu a raya Simone Petere a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata bogolo go ba?” A mo raya a re: “Ee, Morena; o a itse fa ke go rata.” A mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.” A ba a mo raya gape lwa bobedi a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata?” A mo raya a re: “Ee, Morena o a itse fa ke go rata.” A mo raya a re: “Disa dinku tsa me.” A mo raya lwa boraro a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata?” Petere a hutsafala ka gobo a mo reile lwa boraro a re: “A o a nthata?” Mme a mo raya a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o itse fa ke go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me.

Acts 1:8

Mme e tlaa re Mowa o o Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa bona nonofo; lo tlaa nna basupi ba me mo Jerusalema, le mo lefatsheng lotlhe la Jutea le la Samaria, go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.”

Acts 1:14-15

Botlhe ba, ba nnela ruri ka bongwe fela jwa pelo mo thapelong, ba na le basadi, le Maria mma Jesu, le bomonnawe Jesu. Ya re mo malatsing ao, Petere a ema fa gare ga bakaulengwe, mme ga bo go phuthegile bontsi jwa batho, e ka ne e le 120, mme a re:

Acts 2:1-4

E rile letsatsi la Pentekoste le setse le fitlhile, ba bo ba le mmogo botlhe fela mo felong go le gongwe fela. Ka tshoganetso ga tswa mosumo kwa legodimong, e kete wa sefefo se segolo se se tsubutlang, wa tlala ka ntlo e ba dutseng mo go yone. Ga bonala mo go bone diteme tse di patologanang, e kete tsa molelo; mme wa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. Mme botlhe ba tladiwa Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka dipuo di sele, ka fa Mowa o ba neelang molomo ka teng.

Acts 2:41-47

Foo ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, ba okediwa ka tsatsi leo, e ka ne e le ka batho ba le 3 000. Ba nnela ruri mo thutong le mo bongwefeleng le baaposetole, le mo go ngathoganyeng senkgwe, le mo merapelong. Mme poifo ya wela mewa yotlhe; dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi tsa dirwa ke baaposetole. Botlhe ba ba dumetseng ba nna mmogo, ba tlhakanela dilo tsotlhe; ba rekisa dithuo tsa bone le dilwana, ba abela botlhe ka fa mongwe le mongwe o tlhokang ka teng. Ba tlhomaganya malatsi ba nnetse ruri ka bongwefela jwa pelo mo tempeleng, le mo go ngathoganyeng senkgwe, mo magabone, ba ja dijo tsa bone ka boitumelo le ka pelo e e tlhophegileng. Ba baka Modimo, ba bona botsalano mo bathong botlhe. Morena a ba oketsa ka go tlhomagana ga malatsi ka ba ba bolokwang.

Acts 4:31-35

E rile ba sena go rapela, felo fa ba phuthegetseng teng ga reketla; mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, mme ba nna ba bua lefoko la Modimo ka pelokgale. Bontsi jwa ba ba dumetseng ba bo ba le pelo nngwe fela le mowa mongwe fela; ga bo go se ope wa bone yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse. Baaposetole ba supa ka ga go tsoga ga Morena Jesu, ka nonofo e kgolo; mme tshegofatso e kgolo ya nna mo go bone botlhe. Le gone ga bo go se ope mo go bone yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba nang le masimo kgotsa matlo, ba a rekisa, mme ba tlisa madi a dilo tse di rekisitsweng. Ba a baya fa dinaong tsa baaposetole; mme ga abelwa mongwe le mongwe ka fa o tlhokang ka gone.

Acts 5:11-16

Mme poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe, le botlhe ba ba utlwileng dilo tse. Ditshupo le dikgakgamatso di le dintsi tsa dirwa mo bathong ka diatla tsa baaposetole; mme ba nna mmogo botlhe mo mathuding a ga Solomone ka bongwefela jwa pelo. Mme mo go ba bangwe ga bo go se motho ope yo o lekang go ikopanya nabo; le fa go ntse jalo batho bone ba ba tlotla; badumedi ba oketsegela Morena bogolo, bontsi jwa banna le basadi. Ba ba ba tla ba ntshetsa balwetse mo mebileng, ba ba baya mo malaong le mo masekamelong, e tle e re Petere a feta, le fa e ka bo e le moriti wa gagwe, o tshutifalele mongwe wa bone. Le gone ga phuthega bontsi jo bo tswang mo metseng e e mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetsi le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe; mme ba fodisiwa botlhe.

Acts 5:42

Ka malatsi otlhe, mo tempeleng le mo magabone, ba se ka ba bakela go ruta le go rera Jesu, fa e le Keresete.

Acts 6:4

Rona re tlaa nnela ruri mo thapelong, le mo tirelong ya thuto ya lefoko.”

Acts 6:7-11

Mme lefoko la Modimo la tota; le palo ya barutwa ya ntsifala mo gogolo thata mo Jerusalema; lesomo le legolo la baperesiti la ineela mo tumelong. Setefane, ka a tletse bopelontle le nonofo, a dira dikgakgamatso tse dikgolo le ditshupo mo bathong. Mme ga tsoga bangwe ba lesomo le go tweng la Bagololwa le Bakurinia, le Baalekesanteria, le Bakilikia, le Baasia, ba ganela le Setefane. Mme ba retelelwa ke go emelelana le botlhale le Mowa o o buang ka one. Foo ba kuketsa batho ba ba reng: “Re mo utlwile a bua mafoko a tlhapatso ka ga Moše le ka ga Modimo.”

Acts 7:48-49

“Le fa go ntse jalo, Mogodimodimo ga a age mo matlong a a agilweng ke diatla; jaaka go bua moperofeti a re: “ ‘Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Ana lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang, go bua Morena, kgotsa felo ga me ga boikhutso ke gofe?

Acts 8:1

Mme Saule a bo a dumelela polao ya gagwe. Ya re ka letsatsi leo fela, phuthego e e mo Jerusalema ya tsogelwa ke pogiso e kgolo, botlhe ba falalela mo mafatsheng a Jutea le Samaria, fa e se baaposetole ba le bosi fela.

Acts 8:4-8

Ya re ka mo ba ba faletseng ba tsamayatsamaya, ba eta ba rera lefoko. Filipo a fologela kwa motseng wa Samaria, a ba bolelela Keresete. Mme matshutitshuti a batho a ela dilo tse di bolelwang ke Filipo tlhoko ka bongwe fela jwa pelo, ba sena go utlwa le go bona ditshupo tse o di dirang. Gonne mewa e e maswe ya tswa mo bathong ba le bantsi ba ba nang nayo, e goa ka mantswe a magolo; le ba bantsi ba ba teteselang le ba ba golafetseng, ba fodisiwa. Ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo.

Acts 9:1-2

Saulo ka a ntse a ubugela barutwa ba Morena popo le polao, a ya kwa moperesiting yo mogolo, a mo lopa dikwalo tse o tlaa yang ka tsone kwa matlong a thuto a a kwa Damaseko, gore e tle e re fa a ka fitlhela bangwe ba e leng ba yone Tsela, e le banna, kgotsa basadi, a ba golege, a ba tlise Jerusalema.

Acts 9:3-9

Ya re a etile, ga dirala a atamela Damaseko, mme a tshogana ka lesedi le le tswang legodimong le phatsima mo tikologong ya gagwe. A wela fa fatshe, a ba a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?” Mme a re: “O mang Morena?” Mme a re: “Ke nna Jesu yo o mmogisang; mme nanoga o ye o tsene mo motseng, mme o tlaa bolelelwa se o nang le go se dira.” Banna ba o etileng nabo, ba ema ba tuuletse fela, ba utlwa lentswe, mme ba sa bone motho ope. Saule a tsoga fa fatshe; mme ya re a buduloga matlho a bo a sa bone; ba mo goga ka letsogo, ba mo isa mo Damaseko. A tlhola malatsi a le mararo a sa bone, a bile a sa je, le fa e le go nwa.

Acts 9:20-22

A akofa a bolela Jesu mo matlong a thuto a re: “Ke ene Morwa Modimo.” Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamala ba re: “Yo, a ga se ene yo o rileng kwa Jerusalema a senyaka ba ba bitsang leina le? O ne a bile a tsile mono ka gone moo, gore a ba golege a ba ise fa pele ga ditlhogo tsa baperesiti.” Saule a tota bogolo mo nonofong, a silofatsa Bajuta ba ba agileng mo Damaseko, a tlhomamisa fa yo e le Keresete.

Acts 9:26-29

O rile a fitlha kwa Jerusalema, a leka go ikopanya le barutwa; mme ba mmoifa botlhe, ba sa dumele fa e le morutwa. Barenabase a mo tsaya a mo isa kwa baaposetoleng, a ba bolelela ka fa o bonyeng Morena mo tseleng ka teng, a ba a bua nae, le ka fa o rerileng ka pelokgale ka teng mo ineng la ga Jesu kwa Damaseko. Mme a nna a tsamayatsamaya nabo mo Jerusalema, a rera ka pelokgale mo ineng la Morena, a bua, a ba a ganela le Bajuta ba Segerika. Bone ba tsamayatsamaya ba senka go mmolaya.

Acts 9:31

Jalo phuthego yotlhe e e mo lefatsheng lotlhe la Jutea, le Galilea, le Samaria, ya bona kagiso, ka go tshosolosiwa; mme e re ka e sepela mo poifong ya Morena, le mo kgomotsong ya Mowa o o Boitshepo, ya kokotlegela.

Acts 10:42

Mme a re laya gore re rerele batho, re supe fa yo e le ene yo o laotsweng ke Modimo, gore a nne moatlhodi wa batshedi le baswi.

Acts 11:21

Mme seatla sa Morena sa nna nabo, mme batho ba le bantsi thata ba ba dumetseng ba sokologela mo Moreneng.

Acts 11:26

ya re a sena go mmona, a tla nae mo Antioke. Ga dirala gore ga feta ngwaga o o tletseng ba ntse ba phuthegile le phuthego; mme ba ruta batho ba le bantsi; le gone barutwa ba simologile ba bidiwa Bakeresete lwa ntlha mo Antioke.

Acts 12:1-3

Jaana e rile ka lobaka loo, kgosi Herote a ntshetsa bangwe ba phuthego mabogo a gagwe go ba utlwisa botlhoko. A bolaya Jakobe mogoloa Johane ka tšhaka. Ya re a bona fa go kgatlhile Bajuta, a tswelela pele, a tshwara le ene Petere. Mme malatsi ao ya bo e le a senkgwe se se sa bedisiwang.

Acts 12:5-7

Petere a tswalelwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme a direlwa thapelo ke phuthego ka tlhaofalo fa pele ga Modimo. E rile fa Herote a tlaa tloga a mo ntsha, Petere a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi sigong joo, a golegilwe ka diketane di le pedi, balebedi le bone ba le fa mojakong, ba disitse ntlo ya kgolegelo. Mme bonang, moengele wa Morena a ema fa go ene, le lesedi la phatsima mo ntlong ya kgolegelo; a batola Petere fa lotlhakoreng, a mo tsosa, a re: “Tsoga ka bonako.” Diketane tsa wa mo mabogong a gagwe.

Acts 13:42-46

Ya re ba tswa, ba rapela gore mafoko ao a buiwe le ka Sabata o mongwe. E rile ba ntlo ya thuto ba phatlalala, ba le bantsi ba Bajuta le ba ba ineetseng mo Sejuteng, ba ba rapelang Modimo, ba sala Paulo le Barenabase morago; mme bao ba bua nabo, ba ba sosueletsa thata gore ba nnele ruri mo tshegofatsong ya Modimo. Mme ya re ka Sabata o mongwe, motse otlhe wa batla go phuthega, ba tla go utlwa lefoko la Modimo. Mme ya re Bajuta ba bona matshutitshuti a batho, ba tlala lefufa, ba ganetsa dilo tse di builweng ke Paulo, ba tlhapatsa. Paulo le Barenabase ba bua ka pelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse fa lefoko la Modimo le ka bolelelwa lona pele. Mme e re ka lo le kgorometsa mo go lona, lo ikatlhola fa lo sa tshwanela botshelo jo bo sa khutleng, bonang, re sokologela kwa go Baditšhaba.

Acts 14:1-3

Ga dirala ya re mo Ikonio, ba tsena mmogo mo ntlong ya thuto ya Bajuta, mme ba bua thata, ga ba ga tla ga dumela bontsi jo bogolo jwa Bajuta le jwa Bagerika. Bajuta ba ba ganang go utlwa ba hudua dipelo tsa Baditšhaba, ba ba tlhoisa bakaulengwe. Mme ba diega ka lobaka lo loleele teng, ba bua ka pelokgale mo Moreneng, Morena a supa ka ga lefoko la tshegofatso ya gagwe, a ba naya gore ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka diatla tsa bone.

Acts 14:23

E rile ba sena go ba laolela bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe, le go rapela, ba ithibile mo dijong, ba ba neela Morena yo ba dumetseng mo go ene.

Acts 14:27

E rile ba sena go fitlha, ba phuthile phuthego, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng nabo, le ka fa o phunyeditseng Baditšhaba kgoro ya tumelo ka teng.

Acts 16:25-26

Mme ya re bosigogare, Paulo le Silase ba bo ba rapela, ba opelela Modimo difela, mme bagolegwi ba bangwe ba ntse ba reeditse; ba tshogana ka go nna thoromo e kgolo ya lefatshe, metheo ya ntlo ya kgolegelo ya ba ya tla ya reketla, le mejako yotlhe ya bulega ka bonako, le dikgole tsa botlhe tsa hunologa.

Acts 17:11-12

Bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba ba kwa Thesalonika, ka ba amogetse lefoko ka pelo e e etleetsegileng, ba lotolotsa mo dikwalong ka malatsi otlhe, fa dilo tse di ntse jalo. Ke gone ba le bantsi ba bone ba dumela; le bahumagadi ba ba tlotlegang ba Bagerika, le banna ba le bantsinyana.

Acts 17:17

Jalo a nna a fetolana le Bajuta le batho ba ba rapelang Modimo, ba le mo ntlong ya thuto, le mo patlelong ya motse ya borekelo ka malatsi otlhe, a fetolana le ba o rakanang nabo.

Acts 18:4

Ka Sabata mongwe le mongwe, a fetolana le batho mo ntlong ya thuto, a leka go kgona Bajuta le Bagerika.

Acts 18:26

A simolola go bua ka pelokgale mo ntlong ya thuto. Ya re Perisila le Akwila ba mo utlwa, ba mo itseela kwa ga bone, ba mo phuthololela tsela ya Modimo ka kelelelo bogolo.

Acts 19:8-9

A tsena mo ntlong ya thuto, a bua ka pelokgale ka lobaka lwa dikgwedi di le tharo, a fetolana nabo, a leka go ba kgona ka ga dilo tsa bogosi jwa Modimo. E rile bangwe ba ikgwaralatsa dipelo, ba gana go utlwa, ba bua bosula ka ga Tsela fa pele ga batho, a ba tlogela, mme a lomolola barutwa, a fetolana le batho ka malatsi otlhe mo sekoleng sa ga Turano.

Acts 19:23

E rile ka lobaka loo ga tsoga pheretlho e kgolo ka ga Tsela.

Acts 20:20-21

ka fa ke se kang ka boifa ka teng go lo bolelela sengwe le sengwe se se molemo, ke ruta mo ponong, le ka go nna ke tsamaya le matlo. Ke supetsa Bajuta le Bagerika tlhabologelo Modimong, le tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete.

Acts 20:28-31

Lo itise, lo bo lo dise letsomane lotlhe, le Mowa o o Boitshepo o lo dirileng baokami ba lone, gore lo otle phuthego ya Modimo e o e rekileng ka madi a one. Ke a itse fa e tlaa re ke sena go tsamaya, go tlaa tsena mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleng letsomane; le mo go lona ka losi, go tlaa tsoga banna ba ba buang dilo tse di sokameng, go tla ba itshadisa barutwa morago. Ke gone disang, lo ntse lo gakologelwa fa e kile ya re ka lobaka lwa dinyaga di le tharo, ka nna ka lo gakolola lotlhe ka dikeledi, bosigo le motshegare.

Acts 22:4-5

Ka bogisetsa Tsela e, le kwa losong, ke golega banna le basadi, ke ba isa mo matlong a kgolegelo, jaaka le ene moperesiti yo mogolo a ka supa ka ga me, le lesomo lotlhe la bagolwane, ba ke bileng ka tshola mo go bone dikwalo tse ke yang ka tsone kwa bakaulengweng; ka etela kwa Damaseko, ke ya go lere ba ba teng, ke ba tlisa Jerusalema ba golegilwe, gore ba sekisiwe.

Acts 24:14

Se, ke a se go ipolela, gore, Modimo wa borraetsho, ke o direla ka fa Tseleng e bone ba e bitsang lekoko, ke ntse ke dumela dilo tsotlhe tse di ka fa molaong, le tse di kwadilweng mo baperofeting.

Acts 24:22

Mme Felekise ka a na le kitso e e tletseng, bogolo ka ga Tsela, a ba beisa pelo, a re: “E tlaa re fa Lusiase mong wa mephato a tsile, ke tlaa atlhola kgang ya lona.”

Romans 1:1

Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, a bidiwa gore a nne moaposetole, a lomololetswe Mafoko a a Molemo a Modimo,

Romans 8:19

Gonne tlhologelelo ya lobopo e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo.

Romans 10:14-15

Jaana ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi? Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!”

Romans 12:4-8

Gonne jaaka re na le ditokololo di le dintsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ditokololo tsotlhe di se tiro nngwe fela; jalo le rona ba re leng bantsi, re mmele mongwe fela mo go Keresete, mme mongwe le mongwe ke tokololo ya yo mongwe. Mme a e re ka re na le dineo tse di farologanyeng ka fa tshegofatsong e re e neilweng, fa e le perofeso, a re perofeseng ka fa selekanyong sa tumelo ya rona; fa e le tirelo, a re ineeleng mo tirelong ya rona; kgotsa yo o rutang, a a ineele mo go ruteng ga gagwe; kgotsa yo o layang, a a ineele mo go layeng ga gagwe; yo o nayang a a go dire ka pelotshweu; yo o busang a a go dire ka tlhoafalo; yo o utlwelang batho botlhoko, a a go dire ka pelo e e thamileng.

Romans 12:10

Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele;

Romans 15:16

ya gore ke nne modiredi wa ga Keresete Jesu mo go Baditšhaba, ke ba direla mo Mafokong a a Molemo a Modimo, gore Baditšhaba ba tle ba dirwe tshupelo e e lebosegang, ka go itshepisiwa ke Mowa o o Boitshepo.

Romans 16:1-5

Ke lo kaela Febe kgaitsadia rona, yo e leng modiredi mongwe wa phuthego e e mo Kenkerea; gore lo mo tshole mo Moreneng, ka mokgwa o o tshwanetseng baitshepi; le gore lo mo thuse mo go sengwe fela se o tlaa se lo lopang, gonne le ene e ne e ntse e le mothusi wa batho ba le bantsi, le wa me ka nosi. Dumedisang Perisila le Akwila, badiredi ka nna mo go Keresete Jesu, e le ba ba kileng ba baya dithamo tsa bone fa fatshe, gore ba mpoloke; ba ke sa ba lebogeng ke le nosi, mme le tsone diphuthego tsotlhe tsa Baditšhaba di a ba leboga. Lo dumedise phuthego e e mo ntlong ya bone. Dumedisang Epaeneto moratwi wa me, yo e leng lebutswapele la Asia mo go Keresete.

Romans 16:16

Lo dumedisanye ka katlo e e boitshepo. Diphuthego tsotlhe tsa ga Keresete di a lo dumedisa.

1 Corinthians 1:2

Re kwalela phuthego ya Modimo e e kwa Korinthe, e bong bone ba ba itshepisitsweng mo go Keresete Jesu, ba biditswe go nna baitshepi, ba na le botlhe mo mafelong a otlhe ba ba bitsang leina la Morena wa rona Jesu Keresete, Morena wa bone le wa rona.

1 Corinthians 1:9-13

Modimo o boikanngo, o lo bileditsweng bolekaneng le Morwa one Jesu Keresete Morena wa rona ka one. Jaana bagaetsho, ke a lo rapela, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete, gore lo nne puo nngwe fela lotlhe, le gore go se nne dikgaogano mo go lona; mme lo ko lo itekanele mmogo, le mo mogopolong o le mongwe fela, le mo tshekatshekong e le nngwe fela. Gonne bagaetsho, ke boleletswe ka ga lona, ke ba e leng ba ntlo ya ga Keloe, fa go na le dikgang mo go lona. Ke bua jaana ka re, mongwe le mongwe wa lona o tlaa re: “Nna ke oo rra Paulo, le nna ke oo rra Apolose, le nna ke oo rra Kefase, mme nna ke oo rra Keresete.” A Keresete o kgaoganye? A Paulo o lo bapoletswe? Kgotsa a lo kolobeditswe mo ineng la ga Paulo?

1 Corinthians 1:23

mme rona re rera Keresete a bapotswe, e le sekgopiso mo Bajuteng, mme mo go Baditšhaba e le dinyana fela;

1 Corinthians 2:1

Nna bagaetsho, e rile ke ya koo go lona, ka bo ke sa ye ka bontle jwa puo, le fa e le jwa botlhale, ke lo bolelela bosaitsiweng jwa Modimo.

1 Corinthians 2:4-8

Puo ya me le go rera ga me, ga se ka ga ema ka mafoko a a mafatshwa a botlhale, fa e se ka tshupetso ya Mowa, le ya nonofo, gore tumelo ya lona e se ka ya ema mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo nonofong ya Modimo fela. Le fa go ntse jalo re bua botlhale mo go ba ba itekanetseng; mme e be e le botlhale bongwe jo e seng jwa lefatshe leno, le fa e le jwa babusi ba lefatshe leno, ba ba tswang lefela fela. Mme re bua botlhale jwa Modimo ka bosaitsiweng, e bong botlhale jo bo ntseng bo fitlhilwe, jo Modimo o bo laoletseng kgalaletso ya rona gale pele ga dipopo. E le jo go seng ope wa babusi ba lefatshe leno yo o bo itseng; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morena wa kgalalelo.

1 Corinthians 2:13

E le dilo tse re bileng re di bua, e seng ka puo e re e rutwang ke botlhale jwa motho, e le e re e rutwang ke Mowa, re tshwantsha dilo tsa semowa ka dilo tsa semowa.

1 Corinthians 3:6-9

Nna ka jala, Apolose a nosa; mme Modimo wa ungwisa. Jalo yo o jalang e be e se sepe, le fa e le yo o nosang; fa e se Modimo fela o o ungwisang. Jaana yo o jalang le yo o nosang, ba bangwe fela, mme mongwe le mongwe o tlaa amogela tuelo ya gagwe ka fa tirong ya gagwe. Gonne re badiri mmogo le Modimo; lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo.

1 Corinthians 3:10-11

Ka thaya motheo jaaka moagi yo o botlhale, ka fa tshegofatsong ya Modimo e ke e neilweng; mme yo mongwe o aga mo go one. Mme a motho mongwe le mongwe a itise ka fa o agang mo go one ka teng. Gonne ga go motho ope yo o ka thayang motheo o sele fa e se o o theilweng, o e leng Jesu Keresete.

1 Corinthians 3:16-17

A ga lo itse fa lo le tempele ya Modimo, le gone fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona? Fa motho le fa e le mang a senya tempele ya Modimo, le ene Modimo o tlaa mo senya; gonne tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yone.

1 Corinthians 4:1-2

A motho a re kaye, jaaka re le badiredi ba ga Keresete, le balebalebedi ba masaitseweng a Modimo. Mono go bile go lopiwa ka ga balebalebi, gore motho a fitlhelwe a le boikanngo.

1 Corinthians 5:11-13

Mme gompieno ke lo kwalela gore e tle e re fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le moakafadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re yo o ntseng jalo, nnyaa, lo se ka lwa tlwaelana nae le fa e le go ja nae. Gonne ke dirang ka go sekisa ba ba kwa ntle? A ga lo sekise ba ba mo teng? E tswa ba ba kwa ntle bone Modimo o a ba sekisa. Tlosang motho yo o bosula mo gare ga lona.

1 Corinthians 6:19

Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona;

1 Corinthians 9:13-14

A ga lo itse fa ba ba direlang mo dilong tse di boitshepo ba a ja dilo tsa tempele, le ba ba nnetseng sebeso ba tlhakanetse le sebeso dilo tsa sone? Morena o laotse fela jalo, gore ba ba rerang Mafoko a a Molemo ba tshele ka Mafoko a a Molemo.

1 Corinthians 9:16

Gonne fa ke rera Mafoko a a Molemo, ga ke na sepe se ke se ikgantshetsang; gonne kgorobelelo e mo go nna; gonne go ka bo go latlhega nna, fa ke sa rere Mafoko a a Molemo.

1 Corinthians 9:18

Foo tuelo ya me e be e le eng? Ke go re, e tle e re fa ke rera Mafoko a a Molemo, ke be ke dire gore thero e eme mo go se nang tuelo, gore ke se ka ka ithusa ka botlalo ka tshiamelo ya me mo therong.

1 Corinthians 9:27

mme ke ikgoba mmele, ke o baya mo taolong, e se re kgotsa ka mokgwa mongwe, e tlaa re ke sena go rerela ba bangwe Mafoko a a Molemo, nna ka nosi ka tla ka ganwa.

1 Corinthians 10:16-21

Senwelo sa tshegofatso se re se lebogelang, a ga se kabalano le madi a ga Keresete? Senkgwe se re se ngathoganyang, a ga se kabalano le mmele wa ga Keresete? Ka rona ba re leng bantsi, re senkgwe se le sengwe fela, re mmele o le mongwe fela, gonne rotlhe re ja senkgwe se se leng sengwe fela. Bonang Iseraele ka fa nameng. Ba ba jang ditlhabelo, a ga ba na kabalano le sebeso? Ke a bo ke reng? A ke go re, se se isediwang modimo wa sesetwa setlhabelo ke selo sengwe, kgotsa modimo wa sesetwa ka osi ke selo sengwe? Ka re, dilo tse Baditšhaba ba di isang ditlhabelo ba di isetsa badimo, e seng Modimo. Ga ke rate lwa bo lo na le kabalano le badimo. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena, le senwelo sa badimo; ga lo ka ke lwa jela mo lomating lwa Morena, le mo lomating lwa badimo.

1 Corinthians 11:1

Nnang baetsi ba me, jaaka le nna ke le moetsi wa ga Keresete.

1 Corinthians 11:17-19

Fa ke lo naya tao e, ke be ke sa lo bake, ka gobo go phuthega ga lona go sa dirane le molemo, fa e se bosula bogolo. Gonne sa ntlha, ke utlwa fa e a re fa lo tla mmogo mo phuthegong, go bo go nne le dikgaogano mo go lona; ka ntlha nngwe ke a go dumela. Gonne le gone go tshwanetse fa go ka nna le makoko mo go lona, gore ba ba lebosegang ba bonatshege mo go lona.

1 Corinthians 11:26-30

Gonne ka gale e a re lo ja senkgwe se, le go nwa senwelo, lo bo lo bolela loso lwa Morena a tsamaye a tle. Ke gone, yo o jang senkgwe, a ba a nwa senwelo sa Morena, a sa tshwanela, o tlaa bo a leofela mmele le madi a Morena. A motho a ipotsise, jalo a itse go ja senkgwe le go nwa senwelo. Gonne yo o jang a nwa, mme a sa lemoge mmele, o ijela a inwela tshekiso fela. Batho ba bantsi mo go lona ba bokoa, ba bile ba botlhoko ka ntlha ya gone moo, mme ba bangwe ba robetse ba le bantsi.

1 Corinthians 12:1

Jaana bagaetsho, ka ga dineo tsa semowa, ga ke rate lwa tlhoka go itse.

1 Corinthians 12:4-11

Jaana go na le dineoneo dingwe le dingwe, mme Mowa o mongwe fela. Go na le ditirelotirelo dingwe le dingwe, mme Morena o ntse a le mongwe fela. Gape go na le madiro mangwe le mangwe, mme Modimo o ntse o le mongwe fela, o o dirang dilo tsotlhe mo go botlhe. Mme mongwe le mongwe o newa ponatshego ya Mowa, gore a tle a thusege le ba bangwe botlhe ka yone. Gonne mongwe o newa lefoko la botlhale ka Mowa; yo mongwe a newe lefoko la kitso, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe tumelo, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe dineo tsa phodiso, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe go dira dikgakgamatso, le yo mongwe thuto; yo mongwe go lemoga mowa; yo mongwe dipuo dingwe le dingwe; yo mongwe go phutholola dipuo. Mo dilong tsotlhe tse, go bo go dira one Mowa o o leng mongwe fela, ka go abela mongwe le mongwe ka fa o ratang ka teng fela.

1 Corinthians 12:12-13

Gonne jaaka mmele o ntse mongwe fela, mme o na le ditokololo di le dintsi, mme ditokololo tsotlhe tsa mmele, le fa di le dintsi, di le mmele o le mongwe fela, le ene Keresete o ntse jalo. Rotlhe re kolobeleditswe mmele o le mongwe fela mo Moweng o le mongwe fela, le fa re le Bajuta kgotsa Bagerika, le fa re le bagolegwi kgotsa bagololesegi; rotlhe ra nosiwa Mowa o le mongwe fela.

1 Corinthians 12:14-27

Gonne mmele ga o tokololo e le nngwe fela, mme di dintsi. Fa lonao lo ka re: “E re ka ke se seatla, ga ke wa mmele,” ga go ka ke ga twe, ga se lwa mmele ka ntlha ya gone moo. Fa tsebe e ka re: “E re ka ke se leitlho, ga ke wa mmele,” ga go ka ke ga twe, ga se ya mmele ka ntlha ya gone moo. Fa mmele otlhe e ka bo e ne e le leitlho, go utlwa go ka bo go le kae? Fa mmele otlhe e ka bo e ne e le kutlo, go dupa go ka bo go le kae? Jaanong, Modimo o beile ditokololo, nngwe le nngwe ya tsone mo mmeleng fela ka fa go kgatlhileng one ka teng. Fa tsotlhe e ka bo e le tokololo e le nngwe fela, mmele one o ka bo o le kae? Jaana ditokololo di dintsi, mme mmele o mongwe fela. Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: “Ga ke go dire sepe,” le tlhogo gape, ga e ka ke ya raya dinao ya re: “Ga ke lo dire sepe.” Nnyaa, bogolo ditokololo tsa mmele tse e kete di bokoa thata, di na le tiro, le ditokololo tsa mmele tse re reng di tlotlo e nnye, ke tsone tse re di tlotlang bogolo; le ditokololo tsa rona tse di seng dintle, di bona bontle jo bo tletseng bogolo, le mororo ditokololo tsa rona tse di leng dintle, di sa tlhoke sepe; Modimo o kitlantse mmele mmogo; tokololo e e tlhaelang o e tlaleditse tlotlo bogolo; gore go se nne kgaogano mo mmeleng; mme e le gore ditokololo di tle di tshwane mo go tlameleng. Kgotsa fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo tsotlhe di utlwa botlhoko nayo; kgotsa fa tokololo nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo. Jaana lona lo mmele wa ga Keresete; mme mongwe le mongwe lo ditokololo tsa one.

1 Corinthians 12:28-30

Modimo o tlhomile bangwe mo phuthegong, ba ntlha baaposetole, ba bobedi baperofeti, ba boraro baruti, foo go nne dikgakgamatso, mme gape go nne dineo tsa phodiso, le dithuso, le dipuso, le dipuopuo dingwe le dingwe. A botlhe ke baaposetole? A botlhe ke baperofeti? A botlhe ke baruti? A botlhe ke badiri ba dikgakgamatso? A botlhe ba na le dineo tsa phodiso? A botlhe ba bua ka dipuo? A botlhe ba a phutholola?

1 Corinthians 14:3-5

Yo o ranolang o bua le batho kagelelo, le kgomotso, le nametso. Yo o tšhomang o a ikagelela; mme yo o ranolang o agelela phuthego. Jaana ke rata lwa bo lo bua dipuo di sele lotlhe, mme bogolo gore lo ranole. Yo o ranolang o mogolo go feta yo o tšhomang fa a sa phutholole, gore phuthego e bone kagelelo.

1 Corinthians 14:19

Le fa go ntse jalo, mo phuthegong, ke rata ka bua mantswe a le matlhano ka tlhaloganyo ya me, gore ke tle ke rute le ba bangwe, bogolo go go bua mantswe a le 10 000 ka dipuo di sele.

1 Corinthians 14:22-25

Ke gone ka re, dipuo di sele ke sesupo, e seng mo go ba ba dumelang, e leng mo go ba ba sa dumeleng; mme go ranola ke sesupo, e seng mo go ba ba sa dumeleng, e leng mo go ba ba dumelang. Ke gone, fa phuthego yotlhe e phuthegile, mme botlhe ba bua ka dipuo di sele, mme go tsena batho ba ba sa rutegang, le ba ba sa dumelang, a ga ba ketla ba re lo a tsenwa? Mme fa botlhe ba ranola, mme go tsena mongwe yo o sa dumeleng, kgotsa yo o sa rutegang, o tlhajwa ke botlhe, o sekisiwa ke botlhe; maoma a pelo ya gagwe a a senolwa; jalo o tlaa wela fa fatshe ka sefatlhogo, a obamela Modimo, a bolela fa Modimo o le mo go lona ruri.

1 Corinthians 14:26-33

Go ka tweng bagaetsho? E re fa lo phuthega, mongwe le mongwe o a ba a na le sefela, le thuto, le tshenolo, le puo, a na le phuthololo. A dilo tsotlhe di direlwe kagelelo. E re fa go na le go buiwa ka tšhomi, a go bue ba le babedi kgotsa ba le bararo, e seng go fetisa mo; a ba bue ka go fapaana, mme a mongwe a phutholole. Fa go se na mophutholodi, a ba didimale fela mo phuthegong; a go ipolelele ene ka esi, le Modimo a bue le one. A baranodi ba bue ba le babedi kgotsa bararo, a ba bangwe ba farologanye. Fa tshenolo e dirafalela yo mongwe yo o dutseng teng, a yole wa pele a didimale. Gonne lotlhe lo ka ranola ka monokela, gore botlhe ba ithute, le gore botlhe ba gomodiwe; mewa ya baranodi e laolwe ka baranodi. Gonne Modimo ga se Modimo wa tlhakatlhakano, fa e se wa kagiso fela, jaaka go ntse mo diphuthegong tsotlhe tsa baitshepi.

1 Corinthians 14:34-38

A basadi ba didimale mo diphuthegong; gonne ga ba a leselediwa go bua; mme a ba nne mo boingotlong, jaaka go bua le one molao. Fa ba rata go itse sengwe, a ba botse banna ba bone kwa gae; gonne ke ditlhong fa mosadi a ka bua mo phuthegong. Ao! A lefoko la Modimo le simogile la tswa mo go lona? Kgotsa a le tletse lona lo le losi? Fa motho mongwe a ithaya a re ke moranodi, kgotsa ke wa semowa, a ke a ele tlhoko dilo tse ke di lo kwalelang, gore ke taolo ya Morena. Fa motho mongwe a se na kitso, a a nne a se na kitso fela.

1 Corinthians 14:39-40

Ke gone bagaetsho, lo tlhoafalele thata go ranola, mme lo se ka lwa itsa go bua ka dipuo di sele. A dilo tsotlhe di dirwe sentle fela, le ka thulaganyo.

1 Corinthians 15:9

Gonne ke mmotlana wa baaposetole, yo ke bileng ke sa tshwanela go bidiwa moaposetole, ka ke bogisitse phuthego ya Modimo.

1 Corinthians 15:33

Lo se ka lwa tsietsega: “Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.”

1 Corinthians 16:20

Bakaulengwe botlhe ba a lo dumedisa. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo.

2 Corinthians 2:17

Gonne ga re etse ba bantsi, ba ba bapalang ka lefoko la Modimo; re bua mo go Keresete jaaka e le ka bopeloephepa, jaaka e le ka Modimo, jaaka e le mo ponong ya Modimo.

2 Corinthians 3:5-6

E seng gore re lekanye ka rosi, go raya sepe jaaka e kete se tswa mo go rona; mme go lekana ga rona go tswa mo Modimong; o le one o re neileng go lekana jaaka re le badiredi ka kgolagano e ntšha; e e seng ya ditlhaka tsa lokwalo fela, mme e le ya mowa; gonne ditlhaka tsa lokwalo di a bolaya, mme mowa o a tshedisa.

2 Corinthians 4:2

Re baketse dilo tse di fitlhegileng tsa ditlhong, re sa tsamaye mo boferefereng, re sa tshware lefoko la Modimo ka tsietso; mme ka go bonatsa boammaaruri, re itira tebosego mo segakoloding sa motho mongwe le mongwe mo ponong ya Modimo.

2 Corinthians 4:5

Gonne ga re ithere, re rera Keresete Jesu fa e le Morena, re ba re re, re batlhanka ba lona ka ntlha ya ga Jesu.

2 Corinthians 5:1

Gonne re a itse gore, fa ntlo ya rona ya selefatshe ya motlaagana e rutlologa, re na le kago e e tswang Modimong, ntlo e e sa agwang ka diatla, e le ya bosaengkae, kwa magodimong.

2 Corinthians 5:20

Ke gone, re barongwa mo boemong jwa ga Keresete, go tshwana jaaka e kete Modimo o rapela ka rona. Re a lo rapela mo boemong jwa ga Keresete, ra re, lo letlane le Modimo.

2 Corinthians 6:1

E re ka re dira mmogo nae, re a rapela le gone, gore lo se amogelele tshegofatso ya Modimo lefela.

2 Corinthians 6:4

Mo dilong tsotlhe re iponatse molemo, jaaka badiredi ba Modimo, e bong mo peloteleleng, le mo dipogisong, le mo botlhokweng, le mo dipitlaganong,

2 Corinthians 6:16-17

Le tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medimo ya disetswa? Gonne rona re tempele ya Modimo o o tshedileng; fela jaaka Modimo o rile: “Ke tlaa aga mo go bone, ke ba ke tsamaya mo go bone; mme ke tlaa nna Modimo wa bone, mme ba tlaa nna batho ba me.” Ke gone: “Tswang mo gare ga bone, lo lomologane,” go bua Morena, “lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; mme ke tlaa lo amogela.”

2 Corinthians 8:4

Ba re rapela ka thapelo e kgolo ka ga tlhogonolofatso e, le ka ga go kopana le rona mo go direleng baitshepi.

2 Corinthians 8:23-24

Fa bangwe ba botsa ka ga Tito, ka re, ke monkana wa me le modiri ka nna; kgotsa fa go bodiwa ka ga bakaulengwe ba rona, ka re, ke barongwa ba diphuthego, ke kgalaletso ya ga Keresete. Ke gone, lo ba supetse tlhomamiso ya lorato lwa lona fa pele ga diphuthego, le ya go ipelafatsa ga rona ka ga lona.

2 Corinthians 11:12-13

Se ke se dirang, ke tlaa nna ke se dira fela, gore ke tle ke ba tlhokise seipato ba ba eletsang seipato; e tle e re fa ba ipelafatsa ka sengwe, ba fitlhelwe ba tshwana le rona fela. Gonne batho ba ba ntseng jalo, ke baaposetole ba e seng bone, ke badiri ba ba tsietsang, ba ba itshwantshang le baaposetole ba ga Keresete fela.

2 Corinthians 12:12

Ruri ditshupo tsa moaposetole di ne tsa dirwa mo go lona ka bopelotelele jotlhe, ka ditshupo le dikgakgamatso, le ditiro tsa nonofo.

2 Corinthians 13:12-14

Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa. A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete, le lorato lwa Modimo, le kabalano ya Mowa o o Boitshepo, di nne le lona lotlhe.

Galatians 1:8-10

Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege. Jaaka re buile gale, ke bile ke bua jalo gape ka re: Fa motho mongwe a lo rerela Mafoko a a Molemo a sele, kwa ntle ga a lo a amogetseng, a a hutsege. A ke ntse jaana, a ke lekela ntlheng ya batho, kgotsa ya Modimo? Kgotsa a ke leka go kgatlha batho? Fa ke ne ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo fano ke se motlhanka wa ga Keresete.

Galatians 6:1-3

Bagaetsho, le fa motho a tshwerwe mo tlolong nngwe, lona ba lo leng ba semowa, sokololang yo o ntseng jalo ka mowa wa bonolo; o ntse o ipona, e se re kgotsa le wena wa raelwa. Rwadisanyang merwalo, lo dirafatse molao wa ga Keresete jalo. Gonne fa motho a ithaya a re, o sengwe, le mororo a se sepe, o a itsietsa.

Galatians 6:10

jalo, fa re bona lobaka, a re ke re direng se se molemo mo bathong botlhe, mme bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.

Ephesians 1:22-23

mme wa baya dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe. Phuthego ke mmele wa gagwe, botlalo jwa gagwe yo o tlatsang dilo tsotlhe mo go gotlhe fela.

Ephesians 2:19-22

Jalo lo bo lo sa tlhole lo le baeng le bajaki fela, mme lo bana ba motse mmogo le baitshepi, lo bile lo ba ntlo ya Modimo. Ka lo agilwe mo motheong wa baaposetole le baperofeti, Keresete Jesu ka esi e le ene lentswe le legolo la kgokgotsho; yo kago nngwe le nngwe e e kitlantsweng ka tomagano e ntle, e golelang mo go ene, e le tempele e e boitshepo mo Moreneng; yo le lona lo agilweng mmogo mo go ene gore lo nne boago jwa Modimo ka Mowa.

Ephesians 3:5-10

E rile mo metlheng e e fetileng, bo ne bo se ka jwa itsisiwe ke bana ba batho, jaaka gompieno bo senoletswe baaposetole ba gagwe ba ba boitshepo le baperofeti, ka Mowa. Ke go re, Baditšhaba ke baruaboswa mmogo nabo, le ditokololo tsa mmele mmogo nabo, le batlhakanedi nabo ba polelo ya tsholofetso mo go Keresete Jesu, ka Mafoko a a Molemo, a ke dirilweng modiredi wa one, ka fa neong ya tshegofatso eo ya Modimo, e ke e neilweng ka fa go direng ga thata ya one. Ka re, nna yo ke leng mmotlana bogolo go yo o leng mmotlana wa baitshepi botlhe, tshegofatso eo ke e neilwe, gore ke rerele Baditšhaba mahumo a a sa ka keng a hukudiwa a ga Keresete. Le go dira gore batho botlhe ba bone kabo ya bosaitsiweng jo, jo bo sa leng bo fitlhwa go tswa tsose, mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe; e le gore, jaanong botlhaletlhale jo bontsi jwa Modimo bo tle bo itsisiwe magosana le bathata mo mannong a selegodimo ka phuthego.

Ephesians 3:21

kwa go one, a go nne kgalaletso mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

Ephesians 4:1-6

Ke gone, nna mogolegwa mo Moreneng, ke lo rapela thata, gore lo sepele mo go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yone. Ka boikokobetso jotlhe le bonolo, le ka bopelotelele, ka go iphapaanya mo loratong; le ka go tlhoafalela go tshegetsa bongwe fela jwa Mowa mo tumalanong ya kagiso. Go mmele o le mongwe fela, le Mowa o le mongwe fela, fela jaaka le lona lo bileditswe tsholofelo, e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona; go Morena a le mongwe fela, tumelo e le nngwe fela, kolobetso e le nngwe fela. Modimo o le mongwe fela, le Rara wa botlhe, yo o godimo ga botlhe, le yo o dirang ka botlhe, le yo o mo go botlhe.

Ephesians 4:11-16

A neela bangwe gore ba nne baaposetole; ba bangwe gore ba nne baperofeti; ba bangwe bareri ba Mafoko a a Molemo; le ba bangwe badisa ba phuthego, le baruti; gore baitshepi ba itekanediwe, le gore ba dire tiro ya tirelo ya phuthego, le gore ba agelele mmele wa ga Keresete. Go tle go tsamaye re fitlhe rotlhe mo bongwefeleng jwa tumelo le jwa kitso ya Morwa Modimo, go ya go fitlha boemong jwa monna yo o godileng, le mo selekanyong sa go gola ga botlalo jwa ga Keresete; gore re se ka ra tlhola re le banyana ba go heheutlelwa kwano le kwa le go kgarakgatshiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto, ka boferefere jwa batho, ka bohelepa jo bo latedisang timelo. Mme ka go bua boammaaruri mo loratong, re be re golele ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete; yo go tswang mo go ene go bopega sentle le go kitlana ga mmele otlhe ka se se tswang mo tokololong nngwe le nngwe, ka fa go direng ka tekanyo ga nama nngwe le nngwe, go thuthugisetsa mmele mo go ikageng ga one mo loratong.

Ephesians 5:19-21

Lo buisanye ka dipesalema, le difela, le dipina tsa semowa, lo bina, lo opela, lo kotekeletsa Morena ka dipelo tsa lona. Lo leboge Modimo, e bong Rara, ka metlha yotlhe, ka ga dilo tsotlhe mo ineng la Morena wa rona Jesu Keresete. Lo ineelane mo poifong ya ga Keresete.

Ephesians 5:23-27

gonne monna ke tlhogo ya mosadi jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego, ka e bile e le ene mmoloki wa mmele ka esi. Jaaka phuthego e ineetse mo go Keresete, a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo dilong tsotlhe. Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, mme a intshetsa yone, gore a e itshepise a sena go e tlhapisa ka tlhapiso ya metsi ka lefoko. Gore a tle a ineye phuthego, e le e e galalelang, e e se nang selabe le fa e le khuano, le fa e le sepe se se ka nang jalo; fa e se gore e nne boitshepo le botlhoka bogole.

Ephesians 5:29-32

Gonne ga go ise go ko go nne motho ope yo o kileng a ila nama ya gagwe, mme o a e otla, a e ngomaele, fela jaaka Keresete le ene a direla phuthego, ka gobo re ditokololo tsa mmele wa gagwe. Ke gone ka moo, monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo e tlaa nna nama e le nngwe fela. Bosaitsiweng jo, bo bogolo, mme ke bua ka ga Keresete le ka ga phuthego.

Philippians 2:1-4

Ke gone fa go na le kgomotso nngwe mo go Keresete, fa go na le nametso nngwe ya lorato, fa go na le bolekane bongwe le Mowa, fa go na le mautlwelobotlhoko a manana le mapelotlhomogi, dirafatsang boitumelo jwa me, jwa gore lo nne kgopolo e le nngwe fela, lo tshwane mo loratong, lo le mo tumalanong e le nngwe fela, lo le pelo e le nngwe fela. Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo. A mongwe le mongwe a se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe fela, fa e se go re, mongwe le mongwe o tlhokomela le tse e leng tsa bangwe.

Philippians 3:17

Bagaetsho, lo nne baetsi ba me mmogo, lo ele tlhoko ba ba sepelang jalo, fela jaaka lo na le rona re le sekao.

Philippians 4:3

Ee, le wena ke a go rapela, mmelegajokwe ka nna wa mmaanete, ka re, thusa basadi bao, gonne ba kile ba dira le nna mo Mafokong a a Molemo, le ene Kelemente, le ba bangwe badiri ka nna, ba maina a bone a mo lokwalong lwa botshelo.

Colossians 1:18

Ke ene tlhogo ya mmele, e bong phuthego; ene yo e leng tshimologo, le motsalwapele go tswa mo baswing; gore mo dilong tsotlhe, ene a bone boemo jo bo kwa pele.

Colossians 1:24-25

Jaana ke a itumela mo matlhokong a ke a utlwisiwang ka ntlha ya lona mme, mo ntlheng ya me, ke tlatsa mo nameng ya me mo go sa tlalang ga dipogiso tsa ga Keresete, ka ntlha ya mmele wa gagwe, o e leng phuthego; e ke dirilweng modiredi wa yone ka fa tebalebelong ya Modimo, e ke e neilweng ka ga lona, go tla ke dirafatsa lefoko la Modimo,

Colossians 2:19

a sa ngaparele yo e leng Tlhogo, yo mmele otlhe o golang ka kgolo ya Modimo ka ene, ka go logaganngwa ka malokololo le mesifa ya one mmele.

Colossians 3:12-16

Ke gone, jaaka ba ba itshenketsweng ke Modimo, jaaka ba ba itshepileng le ba ba rategang, lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele. Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe; fela jaaka Morena a lo itshwaretse, le lona lo dire fela jalo. Mme mo godimo ga dilo tsotlhe tse lo apare lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo. A kagiso ya ga Keresete e laole mo pelong tsa lona, e lo bileng lo bileditswe yone mo mmeleng o le mongwe fela; mme lo nne lo leboge. A lefoko la ga Keresete le age mo go lona ka botlalo mo botlhaleng jotlhe; lo ntse lo rutana, lo laana ka dipesalema, ka difela le ka dipina tsa semowa, lo opelela Modimo ka tshegofatso mo pelong tsa lona.

1 Thessalonians 2:4-9

mme fela jaaka re kailwe boikanngo ke Modimo go neelwa Mafoko a a Molemo, re bua jalo; e seng gore re kgatlha batho, fa e se Modimo fela o o lekang dipelo tsa rona. Gonne le gone ga re ise re ke re fitlhelwe gope re bua mafoko a a borethe, jaaka lo itse, le fa e le go itirela seipato sa go ikhumisa; Modimo ke mosupi; le fa e le go batla tlotlo mo bathong, le fa e le mo go lona, le fa e le mo go ba bangwe, le mororo go ne go re lekanye fela go lo rwesa bokete, ka re le baaposetole ba ga Keresete. Re ne re le bonolo mo gare ga lona, jaaka fa moamusi a ngomaela bana ba e leng ba gagwe; fela jalo, e re ka re ne re lo tlhoafaletse ka lorato, ra bo re itumela go lo naya, e seng Mafoko a a Molemo a Modimo a le osi, le e leng mewa ya rona, ka lo ne lo setse lo ratwa ke rona thata. Gonne lo a gakologelwa, bagaetsho, mofufutso wa rona le thekisego, e ne ya re re ntse re dira bosigo le motshegare, gore re tle re se ka ra imela ope wa lona, ra lo rerela Mafoko a a Molemo a Modimo.

1 Thessalonians 4:9

Ka ga go rata bakaulengwe, ga go batlwe gore motho a lo kwalele, gonne lona ka losi lo rutilwe ke Modimo go ratana;

1 Thessalonians 5:11-14

Ke gone, laanang, mme lo agelelane, fela jaaka lo ntse lo dira. Re a lo rapela, bagaetsho, gore lo itse ba ba dirang mo go lona, ba ba lo busang mo Moreneng, mme ba lo tlhagisa; le gore lo ba tlotle thatathata mo loratong ka ntlha ya tiro ya bone. Lo nne kagisanyo. Re a lo laya, bagaetsho, ra re tlhagisang ba ba fuduang, nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe.

2 Thessalonians 1:4-5

e bile le rona ka rosi re belafala ka lona mo diphuthegong tsa Modimo, ka bopelotelele jwa lona le tumelo, lo le mo dipogisong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tse lo di itshoketseng. Dilo tse ke sesupo se se bonalang sa katlholo e e siameng ya Modimo, sa gore lo kaiwe lo tshwanetse bogosi jwa Modimo, jo lo bileng lo bo bogelang botlhoko.

2 Thessalonians 3:6

Jaana re a lo laola, bagaetsho, mo ineng la Morena wa rona Jesu Keresete, gore lo ikgoge mo go mokaulengwe mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go tlhokomologa molao, a sa tsamaye ka fa dipolelong tse ba di amogetseng mo go rona.

2 Thessalonians 3:14-15

Fa motho mongwe a sa utlwe lefoko la rona ka lokwalo lo, lo ele motho yoo tlhoko, gore lo se nne bokopano nae, gore a tlhajwe ke ditlhong. Le fa go ntse jalo lo se ka lwa mo kaya mmaba, mme lo mo tlhagise jaaka mokaulengwe.

1 Timothy 1:6-7

E le dilo tse bangwe ba e rileng ba sena go di fosa ba fapogela kwa go bueng boithamako. Ba eletsa go nna baruti ba molao, le mororo ba sa tlhaloganye se ba se buang, le fa e le se ba tlhomamisang ka ga sone.

1 Timothy 2:7-8

e ke laoletsweng go nna moreri le moaposetole wa yone, moruti wa Baditšhaba mo tumelong le mo boammaaruring – ke bua boammaaruri, ga ke ake. Ke gone, ke eletsa gore banna ba rapele mo felong gongwe le gongwe ba tsholeditse mabogo a a itshepileng, ka mo go se nang bogale le kgang.

1 Timothy 2:9-14

Le gone fela jalo, gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi, ba le bori le tekano; ba se ka ba ikgabisa ka go iphora moriri loetse, kgotsa ka gouta, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo; mme a e nne ka ditiro tse di molemo – e le mo go tshwanetseng basadi ba ba ipalang ka poifomodimo. A mosadi a ithute mo tidimalong ka boineelo jotlhe. Ga ke leseletse mosadi go ruta, le fa e le go dira le taolo mo monneng, fa e se go nna mo tidimalong fela. Gonne Atame o bopilwe pele, mme Efa kwa morago; Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi e rile ka a tsieditswe a wela mo tlolong;

1 Timothy 3:1-7

Go boikanngo polelo ya go re: Fa motho a senka boemo jwa mookami wa phuthego o eletsa tiro e e molemo. Ke gone mookami wa phuthego o na le go nna motho yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a ikgapile, a le mogopolo o o lekalekanyeng, a le mokgwa montle, e le yo o tsholang batho sentle, a itse go ruta; a se borumolang, a se moitei, a le bonolo, a se segagapa, a se morati wa go huma madi. A itse go laola ntlo ya gagwe sentle, bana ba gagwe ba mo utlwa ka tshisimogo yotlhe; ka e a re fa motho a sa itse go laola ntlo ya gagwe tota, o tlaa babalela jang phuthego ya Modimo? A se moša, e se re gongwe a ikgogomosa mme a wela mo tshekisong ya diabolo. Gape o tshwanetse go bolelwa ka molemo ke ba ba kwa ntle; e se re kgotsa a wela mo kgobong le mo serung sa diabolo.

1 Timothy 3:8-13

Bagolwane ba phuthego le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi, ba se diteme pedi, ba sa lemalele bojalwa, ba sa bolaelwe khumo e e maswe ke pelo; ba tshegeditse boteng jwa tumelo ka segakolodi se se itshekileng. Le bone bao, a ba lekwe pele; foo a ba direle e le bagolwane ba phuthego, fa ba se na molato. Basadi ba e leng bagolwane le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi jalo, ba se bapateletsi, ba le mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boikanngo mo dilong tsotlhe. A bagolwane ba phuthego e nne banna ba ba mosadi a le mongwe fela, ba laole bana ba bone le matlo a bone sentle. Gonne ba ba dirileng sentle e le bagolwane ba phuthego, ba iponela boemo jo bo molemo, le tshosologo e kgolo mo tumelong e e mo go Keresete Jesu.

1 Timothy 3:15

e tle e re fa ke ka diega thata, o bo o itse ka fa batho ba tshwanetseng go dira ka teng mo ntlong ya Modimo, e e leng phuthego ya Modimo o tshedileng, lekotwana le setshegetso sa boammaaruri.

1 Timothy 4:1

Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo.

1 Timothy 4:6-7

Fa o gakolola bakaulengwe ka ga dilo tse, o tlaa bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, yo o otlwang ka mafoko a tumelo, le a thuto e e molemo, e o ntseng o e setse morago le gompieno. Mme o gane ditlhamane tse di bosula le tsa sesadi segolo. O itshikinye mo poifomodimong:

1 Timothy 4:11-16

Dilo tse, o di ba laolele o di ba rute. Ope a se ka a nyatsa bokau jwa gago; o nne sekao sa ba ba dumelang, mo puong le mo mokgweng wa go tshela, mo loratong, mo tumelong le mo boitshekong. O tlhokomele go bala, le go laya, le go ruta, ke tle ke tsamaye ke tle. O se ka wa tlhokomologa neo e e mo go wena, e o neilweng ka perofeso e pataganye le peo ya diatla tsa bagolwane. O tle o tlhoafale mo dilong tse; o ineele mo go tsone ka bojotlhe jwa gago; gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo go botlhe. O ipone o bo o bone le go ruta ga gago. O nnele ruri mo dilong tse, gonne ka go dira jalo o tlaa bo o ipoloka o ba o boloka ba ba go utlwang.

1 Timothy 5:17-22

Bagolwane ba ba laolang sentle a ba kaiwe go tshwanela tlotlo sebedi, bogolo ba ba dirang mo lefokong le mo go ruteng. Gonne lokwalo lwa re: “O se ka wa bofa kgomo molomo fa e photha mabele,” gape lwa re: “Modiri o tshwanetswe ke maduo a gagwe.” Fa mogolwane a bewa molato, o se ka wa dumela, fa e se ka molomo wa basupi ba le babedi, kgotsa ba le bararo. Ba ba leofang o ba kgalemele mo ponong ya botlhe, gore ba bangwe le bone ba nne mo poifong. Ke go laya mo ponong ya Modimo le ya ga Keresete Jesu, le ya baengele ba ba itshenketsweng, gore o tlhokomele dilo tse ka mo go se nang tlhaolo, o sa dire sepe ka mokgwa wa go rata mongwe. O se ka wa beela motho ope diatla ka potlako, le gone o se ka wa tlhakanela le batho ba bangwe dibe tsa bone; o itshegetse o le mo boitshekong.

1 Timothy 6:3

Fa motho mongwe a ruta ka thuto e sele, a sa dumalane le mafoko a a tshedileng, e bong mafoko a Morena wa rona Jesu Keresete, le thuto e e leng ka fa poifomodimong;

2 Timothy 1:11-12

a ke beilweng moreri wa one, le moaposetole, le moruti. Ke ka gone moo ke bileng ke boga dilo tse; le fa go ntse jalo, ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse ene yo ke mo dumetseng, ke a tlhomamisa fa a nonofile go dibela se ke se mo neetseng go ya go fitlha mo tsatsing leo.

2 Timothy 2:2-3

Dilo tse o di utlwileng mo go nna mo gare ga basupi ba le bantsi, tsone tseo o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba tlaa nonofang le go di ruta ba bangwe. O tlhakanele bothata le nna, jaaka motlhabani yo o molemo wa ga Keresete Jesu.

2 Timothy 2:15-19

O tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo. O tshabe tse e leng dipalabalo tse di bosula; gonne ba ba di tlwaelang ba tlaa tswelela kwa pele mo boikepong. Lefoko la bone le tlaa ja jaaka ntho e e kekelang; ba Humenaio le Fileto e leng ba bone; e le batho ba ba fositseng boammaaruri, ba re: “Tsogo ya baswi e setse e fetile,” mme ba ribegetse tumelo ya bangwe. Le fa go ntse jalo motheo o o nitameng wa Modimo o eme fela, ka o na le sekano se, go re: “Morena o itse ba e leng ba gagwe:” Le go re: “A mongwe le mongwe yo o umakang leina la Morena a kgaogane le tshiamololo.”

2 Timothy 2:23-26

O gane dipotso tsa bonyana le tse di se nang kitso, o ntse o itse fa di tsosa dikgang fela. Motlhanka wa Morena ga a a tshwanela go lwa, fa e se go nna bonolo fela mo go botlhe, a le setswerere go ruta, a le boiphapaanyo; a le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang; e tle e re kgotsa Modimo wa ba naya boikwatlhao jwa go fitlha mo kitsong ya boammaaruri. Ba itse go itshomola mo serung sa diabolo, ka ba gapetswe go rata ga Modimo ke motlhanka wa Morena.

2 Timothy 3:16-17

Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.

2 Timothy 4:1-5

Ke a go laya mo ponong ya Modimo, le ya ga Keresete Jesu, yo o tlaa atlholang batshedi le baswi le ka go bonatshega ga gagwe, le ka bogosi jwa gagwe, ka re: Rera lefoko, o tlhoafale go le lobaka le go se lobaka; o tlhotlhomise, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta. Gonne motlha o tlaa tla o ba se ketlang ba iteseletsa go utlwa thuto e e itekanetseng ka one; mme e re ka ba le ditsebe tse di babanyegang, ba tlaa ikgobokanyetsa baruti ba ba ka fa dikgatlhegong tsa bone. Ba tlaa itsubula mo boammaaruring, ba fapogela kwa mainaneng. Mme wena o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago.

Titus 1:5-9

Ke ne ka go tlogela kwa Kerete ka gone moo, gore o tle o rulaganye dilo tse di neng di tlhaela, le gore o tlhome bagolwane mo motseng mongwe le mongwe jaaka ke go laile; ke raya fa o fitlhela monna e le yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo, kgotsa e le ba ba ganang taolo. Gonne mookami wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo; e se yo o ikgantshang, e se yo o bonako go galefa, e se yo o losiwang ke bojalwa, e se moitei, e se yo o bolaelwang ke khumo e e maswe pelo; mme e le yo o tlwaetseng go tshola batho, e le morati wa se se molemo, e le yo o mogopolo o o lekalekanyeng, a le tshiamo, a le boitshepo, a na le go ikgapa; a ngaparetse lefoko le le ikanyegang, le le leng ka fa thutong, gore a tle a nonofe go laya ka thuto e e itekanetseng, le go fenya baganetsi.

Titus 2:15

Bua dilo tse, o bo o laye ka tsone, o bo o kgalemele ka taolo yotlhe. Motho ope a se ka a go nyatsa.

Hebrews 2:12-14

“Ke tlaa kakanyetsa bakaulengwe ba me leina la gago, ke tlaa opela pako ya gago mo gare ga phuthego.” Gape a re: “Ke tlaa mo ikanya.” Gape a re: “Bona nna le bana ba Modimo o ba nneileng.” E re ka bana ba tlhakanetse nama le madi, le ene ka esi a itlhakanya natso jalo; gore e tle e re ka loso a nyeletse ene yo o ne a na le nonofo ya loso, e bong diabolo;

Hebrews 3:6

mme Keresete o ne a ikanyega jaaka ngwana mo ntlong ya one; o rona re leng ntlo ya one, fa re tshegetsa botlhokapoifo jwa rona, le boikgantsho jwa tsholofelo ya rona ka tlhomamo, go ya kwa bokhutlong.

Hebrews 3:13

Lo laane ka malatsi otlhe, ka go sa ntse go ka twe: “Gompieno,” gore ope wa lona a se ka a kgwaraladiwa ke tsietso ya boleo.

Hebrews 5:12-14

Gonne fa e le ka ga lobaka, lo bo lo tshwanetse lwa bo ne ne fano lo le baruti, mme lo bile lo sa ntse lo tlhoka gore bangwe ba lo rute ditlhaka tsa tshimologo tsa mafoko a Modimo; lo bile gape lo ba ba tshwanetsweng ke maši, e seng ke dijo tse di loileng. Gonne mongwe le mongwe yo o fetšwang ka maši ga a na tlwaelano le lefoko la tshiamo; gonne ke ngwanyana fela. Dijo tse di loileng ke tsa banna ba ba godileng, e bong bone ba e a reng ka ba ntse ba dira, maikutlo a bone a tlwaediwe go lemoga molemo le bosula.

Hebrews 10:21

e re ka re na le moperesiti yo mogolo, yo o laolang ntlo ya Modimo,

Hebrews 10:24-25

a re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo; re se ka ra bakela go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe, mme re laelane; bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.

Hebrews 12:22-23

Mme lona lo tsile mo thabeng ya Sione, le mo motseng wa Modimo o o tshedileng mo Jerusalema wa selegodimo, le mo masomosomong a a se nang palo a baengele, mo pitsong e kgolo ya botlhe fela, le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa legodimong, le mo Modimong Moatlhodi wa botlhe, le mo meweng ya basiami ba ba dirilweng boitekanelo.

Hebrews 13:7

Gopolang ba ba kileng ba lo laola, ba lo bolelela lefoko la Modimo; mme lo re lo akanya bofelelo jwa botshelo jwa bone, lo tle lo etse tumelo ya bone.

Hebrews 13:17-18

Utlwang ba ba lo laolang, lo ba ineele; gonne ba disitse mewa ya lona, jaaka ba ba tlaa ikarabelang, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo, e seng ka bohutsana, gonne mo go ka bo go se na thuso mo go lona. Lo re rapelele, gonne re a tlhomamisa fa re na le segakolodi se se siameng; re eletsa go tshela ka go tlhoka matsoketsane mo dilong tsotlhe.

James 2:2-5

Gonne e re fa go tsena mo ntlong ya lona ya thuto, monna mongwe a rwele lenyena la gouta, a le diaparo dintle; go ba go tsena mohumanegi yo o diaparo di maswe; fa lo tlhokomela yo o apereng diaparo tse dintle, lo mo raya lo re: “Wena, a ke o dule fano bonnong jo bontle,” mme lo reye motho wa mohumanegi lo re: “Wena o eme foo, kgotsa o dule fa tlase ga sebeo sa me sa dinao,” a megopolo ya lona ga e a kgaogana, a ga lo a tswa baatlhodi ba ba megopolo e e bosula? Reetsang, bagaetsho ba ba rategang: A Modimo a ga o a itlhaolela ba e leng bahumanegi ka ga lefatshe leno, gore ba nne bahumi mo tumelong, le barui ba bogosi jo o bo solofeditseng ba ba o ratang?

James 5:14-16

A mongwe mo go lona o a lwala? A a bitse bagolwane ba phuthego; mme a ba rapele fa go ene, ba mo tlotse lookwane mo ineng la Morena. Thapelo ya tumelo e tlaa boloka ene yo o lwalang, mme Morena o tlaa mo kakatlolola; fa a leofile, o tla go itshwarelwa. Ke gone lo ipolelelane dibe, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe. Mokokotlelo wa mosiami o thusa thata mo go direng ga one.

1 Peter 2:5-10

Ka re, le lona, jaaka maje a a tshedileng, go agiwa ntlo ya semowa ka lona, go tla lo nna boperisiti jo bo itshepileng jwa go isa ditlhabelo tsa semowa, tse di lebosegang mo Modimong ka Jesu Keresete. Gonne go mo Lokwalong, ga twe: “Bonang ke baya mo Sione lentswe le legolo la kgokgotsho, le le itshenketsweng, le le le tlhokegang: yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.” Ke gone botlhokego bo kwa go lona ba lo dumetseng; mme kwa go ba ba sa dumelang: “Lentswe le baagi ba le ganneng, ke lone le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho.” Gape: “Lentswe la kgokgweetso, le lefika la kgopiso,” gonne ba kgweetsega mo lefokong, ka e le ba sa utlweng; e le mo ba bileng ba go laoletswe. Mme lona lo losika lo lo itshenketsweng, lo boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, lo tšhaba e e ruilweng ke Modimo ka sebele, gore lo tle lo bonatse go tlotlomala ga yo o lo biditseng, a lo bitsa lo le mo lefifing, a lo isa leseding la gagwe le le gakgamatsang; e bong lona ba e rileng mo metlheng e e fetileng lwa bo lo se tšhaba epe, gompieno lo tšhaba ya Modimo; lwa bo lo ne lo ise lo bone boutlwelobotlhoko, mme gompieno lo bonye boutlwelobotlhoko.

1 Peter 4:8-11

mme bogolo go dilo tsotlhe, a go ratana ga lona go tuke; gonne lorato lo tle lo bipe bontsi jwa dibe; lo tsholane ka go phumisetsanya lo se na ngongorego. Ka fa mongwe le mongwe o amogetseng neo ka teng, lo bo lo direlane ka yone fela, jaaka balebedi ba ba molemo ba tshegofatso e ntsintsi ya Modimo; fa motho mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko mangwe a Modimo; fa motho mongwe a direla, a e nne jaaka fa a direla ka thata e Modimo o e mo abelang; gore Modimo o galalediwe mo dilong tsotlhe ka Jesu Keresete, yo kgalalelo e leng ya gagwe, le puso, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

1 Peter 4:17

Gonne ke lobaka lwa gore, tshekiso e simolole mo ntlong ya Modimo; mme fa e simolola pele mo go rona, ana bofelelo jwa ba ba sa utlweng lefoko la Modimo e tlaa nna eng?

1 Peter 5:1-5

Ke gone, bagolwane ba ba mo go lona ke a ba laya, ke le mogolwane ka bone le mosupi wa dipogiso tsa ga Keresete, ke bile ke le yo o nang le kabelo mo kgalalelong e e tlaa senolwang: Ka re: Disang letsomane la Modimo le le mo go lona, lo ntse lo lebela, e seng ka go patelelwa, mme ka pelo e e ratang, ka fa mokgweng wa Modimo; e seng gore lo tle lo bone khumo ka bokhutlo jo bo itumelang; le fa e le ka mokgwa wa go rena mo go ba lo ba tshwaetsweng, fa e se ka go itira dikao mo letsomaneng. Mme e tlaa re mogang Modimo o mogolo o bonatsiwang, lo tlaa bona serwalo sa kgalalelo se se sa onaleng. Le lona babotlana, lo nne kutlo mo go ba e leng bagolwane. Ee, lotlhe lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.

1 Peter 5:14

Lo dumedisanye ka katlo ya lorato. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete.

2 Peter 2:1-3

Mme go kile ga nna ga tsoga le baperofeti ba e seng bone mo bathong, jaaka le mo go lona go tlaa nna baruti ba e seng bone, ba ba tlaa tsenyang dithuto tse di senyang, ka go kukunela mo teng ba ba ba itatola le yo e leng ene Morena yo o ba rekileng, mme ba iteretse tshenyego e e fefogang. Batho ba le bantsi ba tlaa sala ditiro tsa bone tsa bopepe morago; mme tsela ya boammaaruri e tlaa kaiwa ka bosula ka ntlha ya bone. Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ka ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng.

1 John 1:3

se re se bonyeng ra se utlwa, ke sone se re se lo bolelelang le lona, gore le lona lo bone bolekane le rona. Ruri bolekane jwa rona ke go kopana le Rara, le Morwawe Jesu Keresete.

1 John 1:7

Mme fa re tsamaya mo leseding, jaaka one o le mo leseding, re na le bolekane, mongwe le yo mongwe; mme madi a ga Jesu Morwa one a re tlhapisa mo boleong jotlhe.

1 John 2:6

Yo o reng o ntse mo go ene, o tshwanetse le ene a bo a tsamaya fela jaaka ene a kile a tsamaya.

1 John 2:19

Ba dule mo go rona, mme ya bo e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa ntse ba na le rona; mme ba tswa, gore ba tle ba bonatshiwe ka fa ba seng ba rona botlhe ka teng.

1 John 2:26-27

Dilo tse ke di lo kwaletse ka ga ba ba ratang go lo gogela kwa timelong. Mme ka ga lona, tlotso e lo e amogetseng mo go ene e ntse mo go lona, mme ga lo batle gore ope a lo rute; jaaka tlotso ya gagwe e lo ruta ka ga dilo tsotlhe, e le ammaaruri, e se maaka, fela jaaka e lo rutile, nnang fela mo go ene.

1 John 3:9-11

Yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo bope, ka peo ya one e nnela ruri mo go ene, mme ga a ka ke a leofa, ka a tsetswe ke Modimo. Bana ba Modimo ba farologanyesega ka mokgwa o le bana ba diabolo; yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng mogagabo. Gonne e ke yone taetso e lo sa leng lo e utlwa mo tshimologong, gore re ratane.

1 John 3:14

Re a itse fa re dule mo losong, re ile go tsena mo botshelong ka gobo re rata bakaulengwe. Yo o sa rateng o ntse mo losong fela.

1 John 3:16-18

Lorato re lo itse ka gone mo, ka a ineetse mo losong ka ntlha ya rona; mme le rona re tshwanetse go ineela mo losong ka ntlha ya ba ga rona. Mme le fa e le mang yo o nang le dilo tsa lefatshe, mme a bona mogagabo a tlhoka, a ikitsa go mo tlhomogela pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene? Banyana ba me, a re se rateng ka molomo fela, le fa e le ka loleme fela; fa e se ka tiro le boammaaruri.

1 John 4:1

Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng.

2 John 1:9-11

Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

3 John 1:9-11

Nkile ka kwalela phuthego lefoko lengwe; mme Dioterefese, yo o eletsang ya bo e le ene tlhogo mo go bone, ga a re tshole. Ke gone, fa ke ka ya koo, ke tlaa gakologelwa ditiro tsa gagwe tse o di dirang, ka a ntse a re balabalela ka mafoko a a bosula; mme le mo, go bo go sa lekane; go le ene ga a tshole bakaulengwe, le ba ba eletsang go dira jalo o a ba itsa, a ba leleke mo phuthegong. Moratwa, o se ka wa etsa se se bosula, fa e se se se molemo fela. Yo o dirang molemo ke wa Modimo; yo o dirang bosula ga a ise a bone Modimo.

Revelation 1:4

Nna Johane, ke kwalela diphuthego tse supa tse di mo lefatsheng la Asia, ka re: Tshegofatso e nne le lona le kagiso tse di tswang kwa go yo o gone, le yo o neng a ntse a le gone, le yo o tlaa tlang; le e e tswang mo Meweng e supa, e e fa pele ga setulo sa bogosi;

Revelation 1:20

bokwateng jwa dinaledi tse supa tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le jwa ditlhomo tsa dipone tse supa tsa gouta. Dinaledi tse supa ke baengele ba diphuthego tse supa; le ditlhomo tse supa tsa dipone ke diphuthego di supa.

Revelation 2:1-7

“Kwalela moengele wa phuthego e e mo Efeso, o re: ‘Yo o tshotseng dinaledi tse supa mo seatleng sa gagwe se segolo, yo o tsamayatsamayang mo gare ga ditlhomo tsa dipone tse di supang tsa gouta, o bua dilo tse, a re: Ke a di itse ditiro tsa gago, le letsapa la gago, le bopelotelele jwa gago, le ka fa o sa rateng batho ba ba bosula ka teng, le jaaka o lekile ba ba ipitsang baaposetole, mme e se bone, mme wa fitlhela e le batsietsi fela; o na le bopelotelele, wa nna wa itshoka, ka ntlha ya leina la me, mme wa bo o ise o lape. Ke go nyaletsa se, ka re, o tlogetse lorato lwa gago lwa ntlha. Ke gone, a ko o gakologelwe kwa e rileng o wa wa bo o tswa teng, mme o ikwatlhaye, o dire ditiro tsa ntlha; fa go sa nna jalo, ke tlaa ya koo go wena, ke tlosa setlhomo sa gago sa lobone mo bonnong jwa sone, fa o sa ikwatlhaye. Mme se o nang naso ke se, o ila ditiro tsa Banikolaitane, tse le nna ke di ilang. “ ‘Yo o nang le tsebe, a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene yo ke tlaa mo nayang go ja setlhare sa botshelo, se se mo Parataisong ya Modimo.’

Revelation 2:8-11

“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Semurena, o re: ‘Wa ntlha le wa bofelo, yo o kileng a swa, a ba a tshela gape, o bua dilo tse, a re: Ke a e itse pitlagano ya gago, le khumanego ya gago – mme o humile – ke a go itse go tlhapatsa ga ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, e le ba phuthego nngwe ya ga Satane. O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o boga botlhoko jwa tsone. Bonang, diabolo o tloga a latlhela bangwe ba lona mo ntlong ya kgolegelo, gore lo lekwe; mme lo tlaa bona pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanngo fela le go ya kwa losong, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang ga a ketla a utlwisiwa botlhoko ke loso lwa bobedi.’

Revelation 2:12-17

“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Peregamo, o re: ‘Yo o tshotseng tšhaka e e lootsegileng, e e magale mabedi, o bua dilo tse, a re: Ke a go itse kwa o agileng teng, e bong kwa setulo sa ga Satane sa bogosi se leng teng; mme o ntse o ngaparetse leina la me, wa se ka wa itatola tumelo ya me, le mo motlheng wa ga Antipase mosupi wa me, moikanngwi wa me, yo o bolaetsweng mo go lona, fa Satane o agileng teng. Go na le dilo dingwenyana tse ke di go nyaletsang, ka o na le bangwe koo ba ba dumelang thuto ya ga Balaame, yo o ne a ruta Balake go baya sekgopiso fa pele ga bana ba Iseraele, gore ba je dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le go dira kgokafalo. O bile o na le bangwe ba ba dumelang thuto ya Banikolaitane ka mokgwa o o ntseng jalo. Ka re, o ikwatlhaye; fa go sa nna jalo, ke tlaa ya ka bonako koo go wena, ke tlhabana nabo ka tšhaka ya molomo wa me. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene ke tlaa mo abelang mana a a fitlhilweng, ke tlaa mo naya lentswe le lesweu, lentswe leo go tlaa bo go kwadilwe leina le leša mo go lone, le go se nang ope yo o le itseng, fa e se ene yo o le amogelang.’

Revelation 2:18-29

“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Thiatira, o re: ‘Morwa Modimo, yo matlho a gagwe a ntseng jaaka kgabo ya molelo, le dinao tsa gagwe di ntseng jaaka kgotlho e e gotlhilweng, o bua dilo tse, a re: Ke a di itse ditiro tsa gago, le lorato lwa gago, le tumelo, le tirelo, le bopelotelele, le gore ditiro tsa gago tsa morago di feta tsa ntlha. Mme ke go nyaletsa selo se, gore o leseletsa mosadi yo go tweng Jesebele, yo o ipitsang moperofeti wa sesadi; o a ruta, o fepisetsa batlhanka ba me mo kgokafalong, le mo go jeng dilo tse di iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo. Mme ka mo naya lobaka gore a ikwatlhaye; mme ga a rate go ikwatlhaela kgokafalo ya gagwe. Bona, ene ke mo latlhela mo bolaong, le ba ba dirang boaka nae, mo pitlaganong e kgolo, fa ba sa ikwatlhaele ditiro tsa bone. Ke tlaa bolaya bana ba gagwe ka loso; mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse fa ke le ene yo ke hukutsang diphilo le dipelo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona ka fa ditirong tsa lona. “ ‘Mme ke raya lona, e bong lona ba lo setseng mo Thiatira, e le ba lo kwa ntle ga thuto e, lo sa itse dilo tse di boteng tsa ga Satane, jaaka di tle di bidiwe jalo; ka re, ga ke lo beye morwalo ope o sele. Le fa go ntse jalo, se lo nang naso lo se tshware thata, go tle go tsamaye ke tle. Yo o fenyang, le yo o bolokelang ditiro tsa me go ya kwa bofelong, ke ene yo ke tlaa mo nayang taolo mo merafeng; mme o tlaa e laola ka tsamma ya tshipi; fela jaaka dijana tsa mmopi di tle di thubaganngwe; jaaka le nna ke amogetse mo go Rre; mme ke tlaa mo naya naledi ya moso. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:1-6

“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Saredise, o re: ‘Yo o nang le Mewa e supa ya Modimo, le dinaledi di supa, o bua dilo tse, a re: Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o na le leina la gore o tshedile, mme o sule. O nne tiso, o tlhomamise dilo tse di setseng, tse di ne di iketleeleditse go swa; gonne ga ke a fitlhela ditiro dipe tsa gago di weditswe fa pele ga Modimo wa me. Ke gone, o gakologelwe ka fa o amogetseng wa utlwa ka teng; o go tshegetse, o bo o ikwatlhaye. Ka re, fa o sa dise, ke tlaa tla jaaka legodu, mme ga o ketla o itse nako e ke tlaa go welang ka yone. O na le mainanyana mo Saredise, a ba ba se kang ba leswefatsa diaparo tsa bone; mme ba tlaa tsamaya le nna ba apere bosweu, gonne ba tshwanetse. Yo o fenyang, o tlaa apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; mme ga nketla ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tlaa ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:7-13

“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Filatelefia; o re: ‘Yo o boitshepo, yo o boammaaruri, yo o tshotseng sekopololo sa ga Dafite, yo o bulang, go bo go se ope yo o tlaa tswalang, a tswale, go bo go se ope yo o ka bulang, o bua dilo tse, a re: Ke a di itse ditiro tsa gago. Bona, ke go kaetse mojako o o bulegileng, o go seng ope yo o ka o tswalang. Ke a itse fa o na le nonofonyana, mme wa boloka lefoko la me, wa se ka wa itatola leina la me. Bona, ke tlisa bangwe ba phuthego ya ga Satane, bone ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, ba aka. Bona, ke tlaa dira gore ba tle ba obamele fa naong tsa gago, le gore ba itse fa ke go ratile. E re ka o bolokile lefoko la bopelotelele jwa me, le nna ke tlaa go dibelela nako ya teko, e bong nako e e tlang go wela lefatshe lotlhe, go leka ba ba agileng mo lefatsheng. Ke a tla ka bonako; se o nang naso o se tshware thata, gore ope a se ka a go tseela serwalo sa gago. Yo o fenyang ke tlaa mo dira lokotwana mo tempeleng ya Modimo wa me, ga a ketla a tlhola a tswa gone gope; ke tlaa kwala mo go ene leina la Modimo wa me, le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema o moša, o o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me, le leina le e leng la me le leša. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:14-22

“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Laodikea, o re: ‘Yo e leng Amene, yo e leng mosupi yo o boikanngo le boammaaruri, tshimologo ya lobopo lwa Modimo, o bua dilo tse, a re: Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o se tsididi, o bile o se molelo. Ke rata wa bo o le tsididi kgotsa molelo. E re ka o le motlha fela, o e molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me. Ka o tle o bue o re: “Ke humile, ke bapetse dikhumo, ga ke tlhoke sepe,” mme o sa itse fa o le ene mmenyana, o bile o le serorobi, le lehuma, le bofofu, le bosaikatega. Ke a go gakolola ka re, o reke mo go nna gouta e e ntlafaditsweng ke molelo, gore o tle o hume; le diaparo tse ditshweu gore o tle o ikapese, le gore ditlhong tsa bosaikategang jwa gago di se senolwe; o reke le molemo wa matlho go itogetsa ka one, gore o tle o bone. Botlhe ba ke ba ratang, ke a tle ke ba kgalemele, ke ba otlhaye; ka re, o tlhoafale, o bo o ikwatlhaye. Bona, ke eme fa mojako ke kgwanyakgwanya; fa motho mongwe, le fa e le mang a utlwa lentswe la me, a mpulela, ke tlaa tsena kwa go ene ke ja selalelo nae, le ene le nna. Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’ ”

Revelation 7:15

Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng; ba o direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; yo o dutseng mo setulong sa bogosi o tlaa tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone.

Revelation 11:1

Ka newa lotlhaka lo lo tshwanang le thobane; mme mongwe a re: “Ema o lekanye tempele ya Modimo, le sebeso, le ba ba obamelang mo go yone.

Revelation 11:19

Mme ga bulwa tempele ya Modimo e e mo legodimong; ga bo go bonala letlole la kgolagano ya one mo tempeleng ya one; mme ga tloga ga nna dikgadima, le dikodu le ditumo tsa maru, le thoromo ya lefatshe, le sefako se segolo.

Revelation 14:12

Bopelotelele jwa baitshepi ke jone joo, e bong jwa ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo, le tumelo mo go Jesu.

Revelation 15:8

Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo, le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go tsena mo tempeleng dipetso tsa baengele ba supa di ise di be di fele pele.

Revelation 18:4

Ka utlwa lentswe le lengwe le le tswang legodimong le re: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe:

Revelation 18:20

Wena legodimo, o o jele koma, le lona baitshepi, le lona baaposetole, le lona baperofeti; gonne Modimo o o atlhotse ka fa lo kileng lwa atlholwa ke one motse oo ka gone.”

Revelation 19:5-9

Lentswe la tswa mo setulong sa bogosi la re: “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba one, lona ba lo o boifang, bannye le bagolo.” Ka utlwa e kete lošalaba lwa boidiidi jo bogolo jwa batho, lo bile lo ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, lo bile lo ntse jaaka ditumo tse dikgolo tsa maru lo re: “Haleluja! Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa. A re itumeleng, re ipeleng thata, a re o galaletse; gonne nyalo ya Kwana e fitlhile, le mosadi wa gagwe o ipaakantse. Mme mosadi a neelwa gore a ikapese ka leloba le le boleta, le le phatsimang, le lentle.” Gonne leloba le le boleta ke ditiro tse di siameng tsa baitshepi. Mme a nthaya a re: “Kwala o re: ‘Go sego ba ba lalelediwang selalelo sa nyalo ya Kwana!’ ” A nthaya a re: “A ke mafoko a ammaaruri a Modimo.”

Revelation 21:2-4

Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe. Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setulong sa bogosi le re: “Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”

Revelation 21:9-14

Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba neng ba tshotse megotšana e supa, ba ba rweleng dipetso di supa tsa bofelo; mme a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go bontsha monyadwi, mosadi wa ga Kwana.” Mme a ntsaya ke le mo Moweng, a nkisa mo thabeng e kgolo e e godileng, a mpontsha motse o o boitshepo, Jerusalema, o fologa mo legodimong kwa Modimong. O na le kgalalelo ya Modimo; go phatsima ga one ga bo go tshwana le lentswe le le tlhokegang thata, e kete lentswe la jasepere, le le phepa jaaka legakwa. O na le lorako lo logolo lo lo godileng; o na le dikgoro di le 12, go le baengele ba le 12 fa dikgorong; tsone tsa bo di kwadilwe maina, a e leng maina a ditso tse 12 tsa bana ba Iseraele. Ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi ga bo go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya botsheka go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya borwa go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi go le dikgoro di le tharo. Lorako lwa motse lwa bo lo na le metheo e le 12, mo go lone go le maina a le 12 a baaposetole ba ba 12 ba Kwana.

Revelation 21:22

Ga ke a ka ka bona tempele mo go one, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe, le Kwana, ke tempele ya one.

Revelation 22:16

“Nna Jesu ke romile moengele wa me, go tla go lo tlhomamisetsa dilo tse gore e nne tsa diphuthego. Ke nna modi wa ga Dafite, le lotsalo lwa gagwe, naledi e e phatsimang ya moso.”

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net