08 – Jesu
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Jesu.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Jesu.
gonne dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng, le fa e ka ne e le manno a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magosana, kgotsa mebuso, dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene; e bile ene o ntse pele ga dilo tsotlhe, dilo tsotlhe di bile di tshwaraganye mo go ene.
”O tlaa bona ngwana wa mosimane; mme o tlaa mo raya leina o re, Jesu; gonne ke ene yo o tlaa gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.” Jaana gotlhe mo go dirafetse, gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke Morena ka moperofeti fa a re: “Bonang, kgarebane e tlaa ithwala, mme e tlaa bona ngwana wa mosimane, mme ba tlaa mo raya leina ba re, Imanuele,” ke gore: “Modimo o mo go rona” fa go phuthololwa.
”Ka leba, ka utlwa lentswe la baengele ba le bantsi, ba ba mo tikologong ya setulo sa bogosi, le la ditshedi le bagolwane; palo ya bone e ne e le makgolo a makgolo, le makgolo a sedikadike; ba bua ka lentswe le le godileng ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go bona nonofo, le dikhumo le botlhale, le thata, le tlotlo, le kgalalelo, le pako!” Sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong, le se se mo lefatsheng, le se se kwa tlase ga lefatshe, le se se mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, ka di utlwa di re: “Pako, le tlotlo, le kgalalelo le puso, di nne kwa go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana ka bosakhutleng le ka bosaengkae!” Ditshedi tse nne tsa re: “Amen!” Bagolwane ba wela fa fatshe ba obamela Modimo.
”Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.”
”Isake a bua le Aberahame rraagwe a re: “Rra!” A re: “Ke fano, morwaaka.” A re: “Bona, molelo ke o, le dikgong; mme kwanyana ya tshupelo ya phiso e kae?” Aberahame a re: “Morwaaka, Modimo o tlaa ipatlela kwanyana ya tshupelo ya phiso.” Jalo ba tsamaya mmogo boo babedi.
”Modimo wa raya Moše wa re: “KE NTSE YO KE NTSENG;” wa re: “O tlaa bua le bana ba Iseraele jaana o re: ‘KE NTSE o nthomile kwano go lona.’ ”
”“Fa mongwe a leofa, a dira sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng a re di se ka tsa dirwa, le fa a ne a se ka a itse, le fa go ntse jalo o molato, o tlaa belega tshiamololo ya gagwe. A a ise kwa moperesiting phelefu e e se nang bogole e e tswang mo letsomaneng, ka fa o e beelang tlhwatlhwa ka gone, gore e nne tshupelelo ya molato; mme moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga sone se o timetseng fela mo go sone a sa itse, mme o tlaa itshwarelwa.
”Nna ke a itse fa morekolodi wa me a tshedile, le go re o tlaa re kwa bofelong a eme ka dinao mo lefatsheng.
”Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng? Ke ka ntlha yang o le kgakala le go nthusa, o bile o kgakala le mantswe a go bokolela ga me?
”Ke tshologile jaaka metsi, marapo a me a lokologile otlhe; pelo ya me e ntse jaaka makgaga; e tlhapologile fa gare ga mala a me. Thata ya me e omeletse jaaka lophego; loleme lwa me le lone lo mamaretse magalapa a me; mme o nterile mo loroleng lwa loso. Gonne dintša di mpharafere; phuthego ya badiri ba bosula e ntiteetse mo teng; ba tlhabile diatla tsa me, le dinao tsa me. Nka bala marapo a me otlhe fela; ba lebile ba nkaletse matlho. Ba kgaogana diaparo tsa me, mme kobo ya me ba e laola ka bola.
”Ke tsenya mowa wa me mo seatleng sa gago; O nthekoletse, Jehofa, wena Modimo wa boammaaruri.
”O boloka marapo otlhe a gagwe; ga go na lepe la one le le robegileng.
”Ee, tsala ya me e ke tlwaelanyeng nayo, e ke ne ke e ikantse, e e neng ee ja dijo tsa me, e bile e ntsholeleditse serethe sa yone.
”Leina la gagwe le tlaa emela ruri ka bosakhutleng; leina la gagwe le tlaa nna le isiwa kwa pele ka letsatsi le sa leyo; batho ba tlaa segofala mo go ene; merafe yotlhe e tlaa mmitsa mosegofadiwa.
”Le nna ke tlaa mo dira ngwana wa motsalwapele wa me, mogolo wa dikgosi tsa lefatshe.
”Lentswe le baagi ba le ganneng, le diregile tlhogo ya kgokgotšho.
”E mang yo o tlhatlogetseng legodimong, a ba a fologa? E mang yo o huparetseng diphefo mo matsweleng a gagwe? E mang yo o bofeletseng metsi mo seaparong sa gagwe? E mang yo o tlhomamisitseng dikhutolo tsotlhe tsa lefatshe? E mang leina la gagwe, le leina la ga morwawe e mang fa o itse?
”E rile ka ngwaga o Usia o suleng ka one, ka bona Morena a dutse mo setulong sa bogosi, se le kwa godimo, se tsholetsegile, mme meja ya dikobo tsa gagwe ya tlala ka tempele. Fa godimo ga gagwe ga bo go eme boserafe: mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; ka di le pedi a ipipa sefatlhogo, ka di le pedi a ipipa dinao, mme di le pedi a fofa ka tsone. Ba goalana ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Jehofa wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”
”Ke gone ka moo Morena ka esi o tlaa lo nayang sesupo; bonang kgarebane e tlaa ithwala, e tlaa belega ngwana wa mosimane, e tlaa mo raya leina, e re: Imanuele. O tlaa ja madila le dinotshe, motlhang o itseng go gana bosula, le go ipatlela se se molemo. Gonne e tlaa re ngwana a ise a itse go gana bosula, le go ipatlela se se molemo, lefatshe le dikgosi tse pedi tsa lone o di tlhoileng, le tlaa tlhobogwa.
”Batho ba ba kileng ba sepela mo lefifing ba bonye lesedi le legolo; ba ba kileng ba aga mo lefatsheng la moriti wa loso, lesedi le phatsimile mo go bone.
”Gonne ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: “Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.” Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo, a le mo setulong sa bogosi sa ga Dafite, le mo bogosing jwa gagwe go bo tlhomamisa, le go bo tshegetsa ka katlholo le ka tshiamo, go tloga gompieno go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tlaa dirafatsa selo se.
”Go tlaa tswa letlhogela mo thitong ya ga Jese, mme letswela le le tswang mo metsweng ya gagwe le tlaa ungwa. Mowa wa ga Jehofa o tlaa nna mo go ene, mowa wa botlhale le wa tlhaloganyo, mowa wa kgakololo le wa nonofo, mowa wa kitso le wa go boifa Jehofa.
”Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle. Go tlaa dirala mo letsatsing leo, go re motswe wa ga Jese, yo o emeng a le mokgele wa ditšhaba, merafe e tlaa leba kwa go ene; mme felo fa o nnang gone go tlaa nna kgalalelo.
”E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela; gonne metsi a tlaa phunyega mo nageng le dinokana mo sekakeng.
”“Bonang motlhanka wa me, yo ke mo tshegeditseng; moitshenkedwi wa me yo mowa wa me o natefelwang mo go ene; ke beile mowa wa me mo go ene; o tlaa ntshetsa tshiamiso kwa merafeng.
”Go bua jaana Jehofa, Kgosi ya Iseraele le morekolodi wa gagwe, Jehofa wa masomosomo a re: “Ke nna wa ntlha, ke bile ke wa bofelo, mme kwa ntle ga me ga go na Modimo ope.
”Baditei ka ba neela motlhana wa me, le marama a me ka a neela ba ba khumolang ditedu; sefatlhogo sa me ga ke a ka ka se subela ditlhong le kgwelo ya mathe.
”Bonang, motlhanka wa me o tlaa dira ka botlhale, o tlaa golediwa a ba a tsholediwa, mme o tlaa nna kwa godimo thata. Jaaka batho ba le bantsi ba ne ba go gakgamaletse, (sefatlhogo sa gagwe se ne se senyegile bogolo go sa batho botlhe, le setshwano sa gagwe bogolo go sa bomorwa batho), jalo o tlaa sisimosa merafe e le mentsi; dikgosi di tlaa mo momela melomo ya tsone; gonne se ba neng ba ise ba ke ba se bolelelwe ba tlaa se bona; le sone se ba iseng ba ke ba se utlwe ba tlaa se tlhaloganya.
”E mang yo o dumetseng polelo ya rona, le lone letsogo la ga Jehofa le senoletswe mang? Gonne o ne a gola fa pele ga gagwe jaaka setlhatshana se setalana, le jaaka motswe o o tlhogang mo mmung o o omeletseng; ga a na setshwano le fa e le bontle; mme fa re mmona, ga go na bontle jo re ka bong re mo eletsa ka jone. O ne a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho; monna wa mahutsana, a tlwaetse pelo e botlhoko; a nyadiwa jaaka mongwe yo batho ba mo subelang difatlhogo tsa bone, mme ra se ka ra mo ngoka. Ruri, o ntse a rwele pelodibotlhoko tsa rona, a sikere mahutsana a rona; le fa go ntse jalo ra mo kaya go re, o bediwa fela, a itewa ke Modimo fela, a bogisiwa fela. O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe. Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe; mme Jehofa o kokoanyeditse maikepo otlhe a rona mo go ene. O ne a patikwa, le fa go ntse jalo a ikisa tlase fela, a se ka a ba a tswa molomo; jaaka kwanyana e e gogelwang kwa tlhabong, le jaaka nku e le semumu fa pele ga babeodi ba yone. Ee, ga a ka a tswa molomo gope. O ne a tlosiwa ka patiko le tshekiso; mme emang mo go ba ga gabo yo o akantseng go re, kana o kgaolwa fela mo lefatsheng la batshedi? O ne a belediwa tlolo ya batho ba me. Phupu ya gagwe ba e dira ya nna le tsa baikepi, mme a nna le bahumi mo losong lwa gagwe; le fa a se ka a dira tshenyo gope, le gone go ne go se na tsietso epe mo molomong wa gagwe. Le fa go ntse jalo ga kgatlha Jehofa go mo teketa; o mo tlhokofaditse pelo. Mogang o dirang mowa wa gagwe go nna tshupelelo ya boleo, o tlaa bona losika lwa gagwe, o tlaa lelefatsa malatsi a gagwe, le go kgatlhega ga Jehofa go tlaa kokotlegela mo seatleng sa gagwe. O tlaa bona ga mabote a mowa wa gagwe, mme go tlaa mo ya le pelo; motlhanka wa me yo o siameng o tlaa siamisa batho ba le bantsi ka kitso ya gagwe; mme o tlaa belega maikepo a bone. Ke gone ka moo ke tlaa mo abelang kabelo mo bagolong, mme o tlaa kgaogana thopo le bathata; gonne o nne a goromeletsa mowa wa gagwe losong, a balwa le batlodi; le fa go ntse jalo o ne a rwele boleo jwa batho ba le bantsi, le batlodi a ba rapelela thata.
”Mowa wa Morena Modimo o mo go nna; gonne Jehofa o ntloleditse go rerela ba ba pelonolo mafoko a a molemo; o nthomile gore ke fape ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwa kgololo, le ba ba golegilweng, go re ntlo ya kgolegelo e budilwe. Go bolela ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa, le letsatsi la pusoloso ya Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng; go laolela ba ba hutsafetseng mo Sione, go ba naya mokgabo wa ditšheše boemong jwa melora, lookwane lwa boitumelo boemong jwa khutsafalo, seaparo sa pako mo boemong jwa mowa wa ngodiego; gore ba bidiwe ditlhare tsa tshiamo, tse di tlhomilweng ke Jehofa, gore a galalediwe.
”“Bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa tsosetsang Dafite Letlhogela la tshiamo ka yone, mme o tlaa busa jaaka kgosi, a ba a dira ka botlhale, o tlaa dirafatsa katlholo le tshiamiso mo lefatsheng.
”“Bonang, metlha e e tla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa dirang kgolagano e ntšha ka yone le ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta. E seng ka fa kgolaganong e nkileng ka e dira le borraabo jale mo motlheng o ke ba tshwereng ka letsogo ka one, ka ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; mme kgolagano eo ya me ba ne ba e senya, le fa ke ne ke le monna wa bone,” go bua Jehofa. “Kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo ke e,” go bua Jehofa. “Ke tlaa tsenya molao wa me mo teng ga bone, ke o kwala mo pelong tsa bone. Ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me. Ga ba ketla ba tlhola ba ruta mongwe le mongwe wa ga gabo, le mongwe le mongwe ngwana a rraagwe, ba re: ‘Itse Jehofa;’ gonne ba tlaa nkitse botlhe fela, go simolola ka yo mmotlana go ya go yo mogolo mo go bone,” go bua Jehofa; “gonne ke tlaa ba itshwarela boikepo jwa bone, le boleo jwa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.”
”E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.
”Foo Nebukatenesare kgosi a gakgamadiwa, mme a nanoga ka potlako, a bua, a raya bagakolodi ba gagwe, a re: “A ga re a latlhela batho ba le bararo mo gare ga molelo, ba bofilwe?” Ba fetola kgosi, ba re: “Go ntse jalo, kgosi.” A fetola, a re: “Bonang, ke bona banna ba le bane ba ba sa bofiwang, ba tsamaya fela mo teng ga molelo, mme ga ba a utlwa botlhoko bope; ponalo ya wa bone e ntse jaaka ya mongwe morwa medimo.”
”“Ka nna ka leba ga tsamaya ga bewa ditulo tsa bogosi, mme ga dula mongwe yo o leng mogologolo; diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko; le moriri wa tlhogo ya gagwe o ntse jaaka bobowa jwa nku jo bo itshekileng; setulo sa gagwe sa bogosi, e le dikgabo tsa molelo, le maotwana a sone a a dikologang e le molelo o o tukang. Ga pomponyega nokana ya molelo e elela e tswa fa pele ga gagwe; ba ba makgolokgolo ba ne ba mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ema fa pele ga gagwe; tsheko ya bewa, le dikwalo tsa petlekwa.
”“Ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bonang, ga tla mo marung a legodimo mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho, a tla fela kwa go yo mogologolo, mme ba mo atametsa fa pele ga gagwe. A newa puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle; puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, e e se ketlang e feta, le bogosi jwa gagwe ke jo bo se ketlang bo senngwa.
”Ke gone itse, o lemoge go re, go thaega ga go tswa ga taolo ya go šafatsa le go aga Jerusalema go ya go fitlha mo go yo o tloditsweng e bong kgosana, e tlaa nna dibeke di supa; le dibeke di le 62, mme o tlaa ba o agiwa gape, ka mmila le mosele e bong mo metlheng ya diphuduego. E tlaa re dibeke tse di 62 di sena go feta, yo o tloditsweng o tlaa kgaolwa, mme o tlaa bo a se na sepe; mme batho ba kgosana e e tlaa tlang ba tlaa senya motse le felo ga boitshepo; mme bokhutlo jwa teng bo tlaa dirana le morwalela, mme go ya fela kwa bokhutlong go tlaa nna ntwa; ditshwafatso di laotswe.
”“Wena Bethelehema Eferatha, yo o leng mmotlana mo go makgolokgolo a Juta, mo go wena go tlaa ntswela mongwe yo o tlaa nnang molaodi mo Iseraele; yo matso a gagwe a sa leng a nna a bogologolo, e bong ka go se nang tshimologo.”
”O tlaa ema, mme o tlaa fudisa letsomane la gagwe ka thata ya ga Jehofa, ka tlotlomalo ya leina la ga Jehofa Modimo wa gagwe; mme ba tlaa nna; gonne jaanong o tlaa nna mogolo le go ya dikhutlong tsa lefatshe.
”‘Kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele,’ go bua Jehofa wa masomosomo; ‘ke tlaa aba kagiso mo felong fa,’ go bua Jehofa wa masomosomo.”
”Itumele thata, wena morwadia Sione; thela lošalaba wena morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e etla kwa go wena; o tshiamo, o na le poloka, o boikokobetso, o palame esela, e bong eselana ngwana wa esela.
”Mme Jehofa a nthaya, a re: “E latlhele mmopi wa dipitsa, e bong tlhwatlhwa e e molemo e ke e sekaseketsweng tlhwatlhwa ke bone.” Ka tsaya dipapetlana tsa selefera tse di 30, ka di latlhela mmopi wa dipitsa, mo ntlong ya ga Jehofa.
”“Mo go ba ntlo ya ga Dafite, le mo banning ba Jerusalema, ke tlaa gorometsa mowa wa tshegofatso le wa thapelo; ba tlaa leba nna yo ba ntlhabileng, mme ba tlaa mo lelela jaaka motho a tle a lelele morwawe yo o esi, ba tlaa nna pelo e e galakegang ka ga gagwe, jaaka motho a tle a galakegele ngwana wa gagwe wa motsalwapele pelo.
”Mongwe o tlaa mo raya a re: ‘Dintho tse ke dife tse di mo mabogong a gago?’ Foo o tlaa fetola a re: ‘Ke tse ke di ntshitsweng mo ntlong ya ditsala tsa me.’ “Kubuga wena tšhaka, o kubugele modisa wa me, le motho yo e leng monkana wa me,” go bua Jehofa wa masomosomo; “Itaya modisa, mme dinku di tlaa faladiwa; seatla sa me ke tlaa se retololela mo go tse dipotlana.
”Lokwalo lwa losika lwa ga Jesu Jeresete morwa Dafite, morwa Aberahame.
”Jakobe a tsala Josefe, monna wa ga Maria, yo o belegeng Jesu yo o bidiwang Keresete.
”Jalo ditshika tsotlhe, go simolola ka Aberahame go tla go fitlha mo go Dafite, ke ditshika di le 14; go tswa mo go Dafite go tla go fitlha mo lobakeng lwa go isiwa kwa Babilone, ke ditshika di le 14; le go tswa mo lobakeng lwa go isiwa kwa Babilone go tla go fitlha mo go Keresete, ke ditshika di le 14.
”Jaana go tsalwa ga Jesu Keresete ga nna jaana: E rile Maria mmaagwe a sena go beelelwa ke Josefe, ba ise ba kopane, a fitlhelwa a ithwele ga Mowa o o Boitshepo.
”O tlaa bona ngwana wa mosimane; mme o tlaa mo raya leina o re, Jesu; gonne ke ene yo o tlaa gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.” Jaana gotlhe mo go dirafetse, gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke Morena ka moperofeti fa a re: “Bonang, kgarebane e tlaa ithwala, mme e tlaa bona ngwana wa mosimane, mme ba tlaa mo raya leina ba re, Imanuele,” ke gore: “Modimo o mo go rona” fa go phuthololwa.
”mme a se ka a mo itse, ga tsamaya a bona ngwana wa mosimane pele, mme a mo raya leina a re, Jesu.
”Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema ba re: “O fa kae yo o tsetsweng, Kgosi ya Bajuta? Gonne re bonye naledi ya gagwe re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.” E rile kgosi Herote a utlwa jalo a fuduega, le motse otlhe wa Jerusalema nae. Mme a phutha baperesiti ba bagolo botlhe, le bakwaledi ba batho, a ba botsa kwa go tulweng Keresete o tlaa tsalelwa teng. Ba mo raya ba re: “Mo Bethelehema wa Jutea; gonne go kwadilwe jalo ke moperofeti a re: ‘Wena Bethelehema, lefatshe la Juta, ga o mmotlana gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi, yo o tlaa nnang modisa wa batho ba me Baiseraele.’ ”
”Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.
”Nna le gale ke lo kolobeletsa boikwatlhao ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go di mo tsholela, ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo; yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”
”Foo Jesu a tswa kwa Galilea, a tla kwa Joretane kwa go Johane, a tla go kolobediwa ke ene. Mme Johane a rata go mo itsa, a re: “Ke tshwanetse ka bo ke kolobediwa ke wena, mme a o tla mo go nna?” Mme Jesu a mo fetola a re: “Mma go nne jalo gompieno; gonne go re tshwanetse go dirafatsa tshiamo yotlhe jalo.” Foo a mo leseletsa. Jesu o rile a sena go kolobediwa, a tlhamalala a tlhatloga a tswa fa metsing; mme bonang, magodimo a mo atlhamologela, mme a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi o fologela mo go ene; mme bonang, lentswe la tswa mo magodimong la re: “Yo ke morwaake yo o rategang, yo ke itumelang thata mo go ene.”
”Foo Jesu a gogelwa ke Mowa kwa nageng, a ya go raelwa ke diabolo. E rile a sena go ikitsa go ja ka malatsi a le 40, le masigo a le 40, morago a tloga a bolawa ke tlala.
”E sa le ka lobaka loo Jesu a simolola go rera, le go re: “Ikwatlhaeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”
”Mme Jesu a tsamayatsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a ruta mo matlong a thuto a bone, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa malwetse mangwe le mangwe otlhe, le dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe mo bathong. Mme tumo ya gagwe ya utlwala mo lefatsheng lotlhe la Siria; mme ba isa kwa go ene botlhe ba ba bobolang, ba tshwerwe ke malwetse mangwe le mangwe, le ditlhokofatso, le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe, ba ba karalalang le ba ba teteselang; mme a ba fodisa. Matshutitshuti a mantsi a batho a mo sala morago, a a tswang kwa Galilea, le kwa Dikapolise, le kwa Jerusalema, le kwa Jutea le kwa moseja ga Joretane.
”“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela.
”“Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleleng botshelo jwa lona lwa re ‘Re tlaa ja eng, re tlaa nwa eng?’ Le fa e le ka ga mmele lwa re: ‘Re tlaa apara eng?’ Botshelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo?
”“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong.
”Jesu a mo raya a re: “Diphokoje di na le mesima, dinonyane tsa loapi di na le ditlhaga; mme Morwa Motho ene ga a na fa o ka bayang tlhogo ya gagwe teng.”
”Mme banna bao ba gakgamala ba re: “Ana monna yo ke motho yo o ntseng jang, fa e bo ne ne diphefo le tsone di mo utlwa jaana le lewatle?”
”Jesu ka a itse megopolo ya bone a re: “Lo gopolelang bosula mo dipelong tsa lona?
”Mme gore lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe,” - foo a raya yo o teteselang a re: “Tsoga o tseye bolao jwa gago o ye kwa ntlong ya gago.”
”Mme Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.
”A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.
”Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa.
”“Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong. Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.
”“Lo se ka lwa gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng; ga ke a tla go lere kagiso, fa e se tšhaka fela. Gonne ke tsile go lotlhanya monna le rraagwe, motsetsana le mmaagwe le ngwetsi le matsalaagwe;
”“Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela. Le yo o sa tseyeng mokgoro wa gagwe a ntshala morago, ga a ntshwanela.
”Morwa Motho a tla a ja, a nwa, mme ba re: ‘Bonang, motho yo tshikhiri, monwi wa bojalwa jwa mofine, tsala ya bakgethisi le ya baleofi.’ Mme botlhale bo atlholelwa ke ditiro tsa gagwe.”
”“Dilo tsotlhe ke di neetswe ke Rre; mme ga go ope yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara, fa e se Morwa le mongwe le mongwe yo Morwa o ratang go mo mo senolela.
”“Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.”
”Gonne Morwa Motho ke morena wa Sabata.”
”Baditšhaba ba tlaa solofela mo leineng la gagwe.”
”Foo ga leriwe kwa go ene mongwe yo o tsenyweng ke mowa o o maswe, a le sefofu, a bile a le semumu; mme a mo fodisa, monna wa semumu a ba a tla a bua, a ba a bona. Mme batho ba ba matshutitshuti ba gakgamala botlhe ba re: “Yo, a ke ene morwa Dafite?”
”Mme ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a swafala; le motse mongwe le mongwe, le fa e le ntlo e e ikgaogantseng ga e ka ke ya ema;
”E ka re fa e le gore ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Mowa wa Modimo, e tlaa bo jalo bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona.
”Jaaka Jona a kile a nna mo mpeng ya leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo; Morwa Motho le ene o tlaa nna mo pelong ya lefatshe ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo.
”Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong, ke ene nnake, le kgaitsadiake, le mme.”
”Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang;
”Mme a laola ba ba matshutitshuti go nna mo bojannyeng, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong, a di segofatsa, a di ngathoganya, mme dinkgwe a di neela barutwa, barutwa ba di abela batho. Mme ba ja botlhe ba kgora; mme ba sela dikabetla tse di setseng, ya nna diroto tse di tletseng di le 12. Ba ba jeleng e ka ne e le banna ba le 5 000, go sa balwe basadi le banyana.
”Ya re bosigo, ka lobaka lwa tebelo ya bone, a ya kwa go bone a tsamaya ka dinao mo godimo ga lewatle. Barutwa ba re ba mmona a tsamaya ka dinao mo godimo ga lewatle, ba fuduega ba re: “Ke sedimo;” mme ba goisiwa ke poifo.
”Mme ba ba mo mokorong ba mo obamela ba re: “Ammaaruri o Morena Modimo.”
”Ya re batho ba felo foo ba mo lemoga, ba roma mo tikologong yotlhe ya lefatshe leo, ba tlisa kwa go ene botlhe ba ba lwalang. Ba mo rapela, gore a mme ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme ba ba mo amileng ba fodisiwa botlhe fela.
”Ga tla kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsang, le difofu, le dimumu, le digole le ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa.
”mme a tsaya dinkgwe tse supa, le ditlhapi, a leboga, a di ngathoganya, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho. Ba a ja botlhe fela, ba kgora; ba ba ba sela dikabetla tse di setseng, ya nna diroto di supa di tletse. Ba ba jeleng e ne e le banna ba ba dikete tse nne, go sa balwe basadi le banyana.
”Simone Petere a mo fetola a re: “O Keresete, Morwa Modimo o o tshedileng.”
”Foo a laya barutwa gore ba se ka ba bolelela ope fa e le ene Keresete.
”Go simolola ka lobaka loo, Jesu a nna a tlhaloganyetsa barutwa ba gagwe fa a na le go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa dilo di le dintsi ke bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, le go bolawa, le go ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.
”Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.
”Mme a ya a fetoga ponalo fa pele ga bone; sefatlhogo sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.
”Ya re a sa ntse a bua, leru le le sedifetseng la ba tshutifalela; mme bonang, lentswe la tswa mo lerung la re: “Yo ke morwaake yo rategang, yo ke kgatlhegang thata mo go ene; lo utlweng ene.”
”Ya re ba sa ntse ba tlhotse kwa Galilea, Jesu a ba raya a re: “Morwa Motho o tloga a neelwa mo diatleng tsa batho; mme ba tlaa mmolaya, mme e tlaa re ka letsatsi la boraro o tlaa tsosiwa.” Mme ba hutsafala segolo thata.
”“Lo bone, gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke a lo raya ka re, kwa legodimong baengele ba bone ba lebile ka metlha yotlhe sefatlhogo sa ga Rre yo o kwa legodimong. (Gonne Morwa Motho o tsile go boloka se se latlhegileng.)
”Gonne kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegileng gone, ka leina la me, foo nna ke gone mo gare ga bone.”
”Jesu a mo raya a re: “Fa o rata go itekanela, ya o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa dirana le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.”
”“Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema; mme Morwa Motho o tlaa neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi; mme ba tlaa atlhola gore a swe; ba tlaa mo neela Baditšhaba go sotlwa, le go seolwa, le go bapolwa; mme e tlaa re ka letsatsi la boraro o tlaa tsosiwa.”
”fela jaaka Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”
”Bogolo jwa bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa jone mo tseleng; ba bangwe ba kgaola dikala tsa ditlhare, ba di ala mo tseleng. Batho ba bantsi ba ba mo eteletseng pele, le ba ba mo setseng morago, ba duduetsa, ba re: “Hosana, Morwa Dafite; go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; Hosana mo bogodimodimong.”
”Mme Jesu a tsena mo tempeleng ya Modimo, mme a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi. A ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo’; mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.” Difofu le ba ba tlhotsang ba tla kwa go ene mo tempeleng; mme a ba fodisa. Mme ya re baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona dilo tse di gakgamatsang tse o di dirang, le banyana ba duduetsa ba re: “Hosana, Morwa Dafite,” ba šakgala.
”Jesu a ba raya a re: “A go lo ise lo ke lo bale mo dikwalong, fa go tweng: “ ‘Lentswe le baagi ba le ganneng, e bile ke lone le le dirilweng lentswe la kgokgotsho. Golo mo go dirilwe ke Morena, mme go a gakgamatsa mo matlhong a rona’? “Ke gone ke lo raya ke re: Bogosi jwa Modimo lo tlaa bo tlosediwa, bo tlaa newa morafe o o tla ntshang maungo a lona. Yo o welang mo lentsweng le, o tlaa thubaganngwa; mme yo le mo welang, le tlaa mo phatlalatsa jaaka lorole.”
”Jaana e rile Bafarisai ba sa ntse ba phuthegile, Jesu a ba botsa, a re: “Lo gopola eng ka ga Keresete! Ke morwa mang?” Ba mo raya ba re: “Ke morwa Dafite.” A ba raya a re: “Fa e le jalo, Dafite o bua ka Mowa a mmitsa Morena jang? A re: “ ‘Morena o ne a raya Morena wa me a re: Dula ka fa letsogong la me le legolo, go tle go tsamaye ke beye baba ba gago tlase ga dinao tsa gago.’ “Fa e bo ne ne Dafite a mmitsa Morena, o ntse morwawe jang?” Mme ga bo go se ope yo o nonofileng go mo fetola ka lefoko lepe; le gone e sa le ka letsatsi leo ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso dipe.
”Le gone lo se ka lwa bidiwa Beng, gonne Mong wa lona o mongwe fela, e bong Keresete.
”“Ke gone ba tlaa lo tsenyang mo dipitlaganong, ba lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke merafe yotlhe, ka ntlha ya leina la me.
”Gonne jaaka logadima lo tle lo gadime kwa botlhabatsatsi, mme lo bonale fela le kwa bophirimatsatsi; go tla ga Morwa Motho go tlaa nna fela jalo.
”Ke gone go tlaa bonalang sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.
”Legodimo le tlaa feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a ketla a feta.
”“E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe. Mme o tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi; dinku o tlaa di baya ka fa letsogong le legolo, mme dipodi ka fa go la molema. Foo Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe.
”Ya re ba sa ja, Jesu a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngathoganya; a se naya barutwa a re: “Tsayang lo je; se ke mmele wa me.” Mme a tsaya senwelo, a leboga, a se ba naya a re: “Nwang lotlhe ga sone; gonne se ke madi a me a kgolagano e ntšha, a a tshololelwang ba le bantsi go tla ba itshwarelwa dibe. Ke a lo raya: Ga nketla ke tlhola ke nwa loungo lo lwa mofine, go tle go tsamaye go fitlhe letsatsi le ke tlaa lo nwang lo le loša le lona ka lone, mo bogosing jwa ga Rre.”
”Foo a ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata, e le mo go isang losong fela; nnang fa, lo lebelele le nna.”
”Kgotsa a o a itlhoma, ke sa ka ke ka rapela Rre, mme e re fela jaana a rome bogolo go mephato e le 12 ya baengele go nthusa? Foo dikwalo di ne di tlaa dirala jang, ka di re: Go tshwanetse ga nna jaana?”
”Mme a nna a didimala fela. Moperesiti yo mogolo a mo raya a re: “Ke a go ikanisa ka Modimo o o tshedileng, ka re: O re bolelele gore a o ene Keresete, Morwa Modimo?” Jesu a mo raya a re: “O boletse; le fa go ntse jalo ke a lo raya, kwa pele lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, mme a tla ka maru a legodimo.”
”Foo ba mo kgwela mathe mo sefatlhogong, ba mo tlhanya; ba bangwe ba mo phaila ka diatla ba re: “Re perofesetse Keresete ke wena, o batotswe e mang?”
”Jaana Jesu a ema fa pele ga molaodi; mme molaodi a mmotsa a re: “A o Kgosi ya Bajuta?” Mme a re: “Ke nna yone.”
”Ke gone e rileng ba phuthegile, Pilato a ba raya a re: “Lo rata ka lo gololela mang? Barabase kgotsa Jesu yo go tweng Keresete?”
”Pilato a ba raya a re: “Mme foo, Jesu yo o bidiwang Keresete ke tlaa mo reng?” Botlhe fela ba re: “A a bapolwe.”
”Ba mo swatola diaparo, ba mo apesa kobo e khibidu. Ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba tsenya lotlhaka mo seatleng sa gagwe se se siameng; ba khubama fa pele ga gagwe, ba mo sotla ba re: “Dumela Kgosi ya Bajuta!” Ba mo kgwela mathe, ba tsaya lotlhaka, ba mo gatla mo tlhogong. Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo, ba mo apesa diaparo tsa gagwe, ba mo gogela koo, ba ya go mmapola.
”Fa godimo ga tlhogo ya gagwe ba pega lokwalo lo lo supang molato wa gagwe, lwa re: “YO, KE KGOSI YA BAJUTA”.
”Ditlhogo tsa baperesiti le bone, ba na le bakwadi le bagolwane, ba mo sotla fela jalo, ba re: “O ntse a nna a boloka ba bangwe; o retelelwa ke go ipoloka ka esi. Ke ene Kgosi ya Iseraele; a a ke a fologe jaana mo mokgorong, mme re tlaa mo dumela. O ikantse Modimo; a o ko o mo golole jaanong, fa o mo eletsa, ka a rile: ‘Ke Morwa Modimo.’ ”
”Ya re e ka ne e le ka nako ya boraro maitseboa, Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eli, Eli, lama sabakathani?” Ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”
”Mme Jesu a ba a goa gape ka lentswe le legolo, mme a neela mowa. Mme bonang, sesiro sa tempele sa gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la roroma; le mafika a phatloga; le diphupu tsa atlhamologa; le mebele e le mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ya tsosiwa. Ba tswa mo diphupung morago ga go tsoga ga gagwe, ba tsena mo motseng o o boitshepo, ba bonwa ke batho ba le bantsi. Mme jaana, molaodi wa mophato le ba o lebeletseng Jesu nabo, ba re ba bona thoromo ya lefatshe, le dilo tse di dirafetseng, ba boifa thata, ba re: “Ruri yo e ne e le Morwa Modimo.”
”Mme bonang, ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; gonne moengele wa Morena a fologa kwa legodimong, a tla a pitikololela lentswe kwa thoko, mme a dula mo go lone. Ponalo ya gagwe ya bo e ntse jaaka logadima, diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko. Mme balebedi ya re ka ba mmoifa, ba roroma thata, ba ba ba nna jaaka ba ba suleng. Mme moengele a bua, a raya basadi a re: “Lo se boifeng; gonne ke a itse fa lo batla Jesu yo o ne a bapotswe. Ga a yo fa; gonne o tsogile, fela jaaka a ne a bua. Tlang lo bone felo fa Morena o ne a letse teng. Mme lo itlhaganele, lo ye go raya barutwa ba gagwe lo re: ‘O tsogile mo baswing; mme bonang, o lo etelela pele kwa Galilea; lo tlaa mmona teng;’ lo bo lo bone, ke lo boleletse.”
”Mme bonang, Jesu a kgatlhana nabo, a re: “Dumelang.” Mme ba tla ba tshwara dinao tsa gagwe, ba mo obamela. Foo Jesu a ba raya a re: “Se boifeng; yang go raya bana ba ga Rre, lo re, ba ye Galilea mme ba tlaa mpona teng.”
”Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Morwa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.”
”Tshimologo ya Mafoko a a Molemo a ga Jesu Keresete, Morwa Modimo.
”Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.”
”Mme ya re mo metlheng eo, Jesu a tswa Nasaretha wa Galilea, mme a kolobediwa ke Johane mo Joretane. Mme ya re fela a tlhatloga mo metsing, a bona magodimo a fatogile, le Mowa o ntse jaaka lephoi o fologela mo go ene. Mme lentswe la tswa mo magodimong la re: “O morwaake yo o rategang, ke itumela thata mo go wena.” Mme Mowa wa akofa wa mo kgokgweeletsa kwa nageng. Mme a nna mo nageng malatsi a le 40 a raelwa ke Satane; a nna teng le diphologolo; mme baengele ba mo direla.
”Ba ya ba fitlha mo Kaperenaume; mme ka letsatsi la Sabata a tsena mo ntlong ya thuto, mme a ruta. Mme batho ba gakgamadiwa ke thuto ya gagwe; gonne o ne a ba ruta jaaka mongwe yo o nang le taolo, e seng jaaka bakwadi. Mme ga tshoganwa ka go bile go le monna mongwe mo ntlong ya bone ya thuto, a na le mowa o o maswe; mme a goa, a re: “Re dirang ka wena, wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene, o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, mme o tswe mo go ene!” Mowa o o maswe wa tswa mo go ene o mo fafamosa, o goa ka lentswe le legolo. Ba gakgamala botlhe, ba ba ba tla ba botsanya ba re: “Ana selo se ke eng? A thuto e ntšha! O laola ka thata le e leng mewa e e maswe, mme e mo utlwe.” Mme tumedi ya gagwe ya akofa ya ya le lefatshe lotlhe la Galilea le mo tikologong ya lone.
”Mme a fodisa batho ba le bantsi ba ba lwalang malwetse a le mantsi, a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula e le mentsi; mme a se ka a leseletsa mewa e e bosula go bua, ka gobo e ne e mo itse.
”Mme ene a tswa, a simolola go kakanya thata, le go utlwatsa tiro e mo ntlheng tsotlhe, Jesu a ba a tla a retelelwa ke go tsena mo motseng ka go bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a kwa bojosing; ba mo tshologela ba tswa ntlheng tsotlhe fela.
”Gongwe le gongwe kwa o tsenang teng, mo metsaneng, kgotsa mo metseng, kgotsa mo nageng fela, ba baya balwetsi mo dipatlelong tsa borekelo, ba mo rapela gore ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fola.
”A ba botsa a re: “Mme lona lwa re ke mang?” Petere a mo fetola a re: “O ene Keresete.”
”A simolola go ba ruta fa Morwa Motho a na le go bogisiwa dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane, le ke ditlhogo tsa baperesiti, le ke bakwadi, le gone fa a tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo a tlaa ba a tsoga.
”Gonne a ruta barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Morwa Motho o neetswe mo diatleng tsa batho, mme ba tlaa mmolaya; mme o tlaa re a sena go bolawa, go fete malatsi a le mararo, mme a ba a tsoge gape.”
”Ba bo ba le mo tseleng ba tlhatlogela kwa Jerusalema; Jesu a ba eteletse pele; mme ba bo ba tseanye; le ba ba setseng morago ba boifa. Mme a tsaya gape ba ba 12, a simolola go ba bolelela dilo tse di tlaa mo dirafalelang. A re: “Bonang, re ya kwa Jerusalema; mme Morwa Motho o tlaa neelwa ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, mme ba tlaa mo sekisa gore a swe, ba tlaa mo neela Baditšhaba, ba tlaa mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo seola, ba mmolaya; mme e tlaa re malatsi a le mararo a sena go feta, o tlaa ba a tsoga.”
”Gonne ruri Morwa Motho ga a a ka a tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe, gore e nne serekololo sa batho ba le bantsi.”
”Mme ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo tempeleng, a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang, le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi; a se ka a leseletsa motho ope go ralala tempele a tshotse sejana. Mme a ruta, a ba raya a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe’? Mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.” Ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba go utlwa, mme ba senka ka fa ba ka mo senyang ka teng, gonne ba mmoifa, ka batho botlhe ba gakgamaletse thuto ya gagwe.
”Jesu ya re a ruta mo tempeleng a bua a re: “Bakwadi ba bua jang ba re: ‘Keresete ke morwa Dafite’?
”Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, yoo o tlaa bolokwa.
”Ke gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo.
”Legodimo le tlaa feta le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.
”Ya re ba sa ja, a tsaya senkgwe, ya re a sena go se segofatsa, a se ngathoganya, a se ba naya a re: “Tsayang; se ke mmele wa me.” A ba a tsaya senwelo, mme ya re a sena go leboga, a se ba naya; mme ba nwa botlhe ga sone. A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano, a a tshololelwang batho ba le bantsi.
”Mme ene a didimala fela, a se ka a fetola ka sepe. Gape moperesiti yo mogolo a mmotsa a re: “A o Keresete, Morwa Yo o Bakwang?” Jesu a mo raya a re: “Ke nna; mme lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, a tla ka maru a legodimo.”
”Mme Pilato a mmotsa a re: “A o kgosi ya Bajuta?” Mme a mo fetola a re: “O a bolela.”
”Mme ba mo apesa bohibidu jo bo mokgona, ba loga serwalo sa mitlwa ba se mo rwesa; mme ba simolola go mo dumedisa ba re: “Dumela kgosi ya Bajuta!” Ba mmetsa mo tlhogong ka lotlhaka, ba mo kgwela mathe, ba wa ka mangole ba mo obamela. Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola bohibidu jo bo mokgona, ba mo apesa diaparo tsa gagwe. Ba mo gogela kwa ntle ba ya go mmapola.
”Lokwalo lwa molato wa gagwe lwa bo lo kwadilwe fa godimo lo re: “KGOSI YA BAJUTA.” Mme ba bapola dinokwane di le pedi nae, sengwe ka fa letsogong la gagwe le legolo, se sengwe ka fa go la molema. (Lokwalo lwa dirafala lo lo reng: “A balelwa le batlodi.”)
”A ene Keresete, Kgosi ya Iseraele, a ke a fologe jaana mo mokgorong gore re bone, re dumele.” Le ba ba bapotsweng nae ba mo kgoba.
”Ya re go le nako ya 9 Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eloi, Eloi, lama sabakathani,” ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”
”Jesu a goa ka lentswe le legolo, mme a neela mowa. Mme sesiro sa tempele sa garoga ka bogare, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase. Molaodi wa mophato yo o emeng foo a lebaganye nae, ya re a bona fa a neetse mowa jalo, a re: “Ruri monna yo, e ne e le Morwa Modimo.”
”Mme ya re ba tsena mo phupung, ba bona motho wa lekau a dutse ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, a apere kobo e tshweu; mme ba tseana. A ba raya a re: “Se tseaneng; lo batla Jesu wa Monasaretha yo o neng a bapotswe, o tsogile, ga a yo fa, bonang felo fa ba ne ba mmeile teng! Yang lo bolelele barutwa ba gagwe, le Petere, lo re, o lo etelela pele a ya Galilea; lo tlaa mmona teng jaaka a kile a lo bolelela.” Mme ba tswa mo phupung, ba tshaba, gonne go roroma le go gakgamala go ne go ba tshwere; mme ba se ka ba bua le ope sepe ka ba boifa.
”Jalo, e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, mme a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo. Mme bone ba tswa, ba rera Mafoko a a Molemo mo ntlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa lefoko ka ditshupo tse di diranang najo. Amen.
”Bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa mosimane, o tlaa mo raya leina o re, Jesu. O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.”
”Mme Maria a raya moengele a re: “Mo go tlaa nna jang, ka ke sa itse monna?” Mme moengele a mo fetola a re: “Morwa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimodimo e tlaa go tshutifalela; ke gone le sone seo se se boitshepo se o tlaa se belegang, se tlaa bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.
”Mme a bona ngwana wa mosimane wa ntlha wa gagwe, mme a mo phuthela ka matsela, a mmaya mo bojelong jwa dipitse; gonne go ne go se na bonno mo ntlong ya baeti.
”Gonne gompieno mo motseng wa ga Dafite lo tsaletswe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena. Mme se, e tlaa nna sesupo mo go lona; lo tlaa fitlhela ngwanyana a phuthetswe ka matsela, a letse mo bojelong jwa dipitse.” Mme ba tshogana ka moengele a bile a na le bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo, ba baka Modimo ba re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.”
”mme Simeone a ba segofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga gape ga batho ba le bantsi mo go Iseraele; le gore a nne sesupo se se tlaa ganediwang; ee, le tšhaka e tlaa phololela le one mowa wa gago, gore megopolo ya dipelo di le dintsi e senolwe.”
”Jaana e rile batho botlhe ba sena go kolobediwa, ya re Jesu le ene a kolobediwa, a rapela, legodimo la atlhamologa. Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene o na le popego e kete ya lephoi, mme ga tswa lentswe mo legodimong, le le reng: “O morwaake yo o rategang; ke itumetse thata mo go wena.”
”Jesu a boela kwa Galilea ka thata ya Mowa; mme tumo ka ga gagwe ya tswela mo tikologong yotlhe ya lefatshe. A ruta mo matlong a bone a thuto, a galalediwa ke botlhe fela.
”Mme a neelwa lokwalo lwa moperofeti Isaia. A re a sena go menolola lokwalo, a bona felo fa go kwadilweng teng ga twe: “Mowa wa Morena o mo go nna, gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthomile (go fodisa ba ba pelo di phatlogileng), go rerela bagolegwi kgololo, le phoufologo ya ba ba foufetseng, go golola ba ba teketilweng, go bolela ngwaga o o lebosegang wa Morena.” Mme a mena lokwalo, a ba a lo neela motlhanka, mme a dula. Matlho a botlhe ba ba mo ntlong ya thuto a bo a tlhomilwe mo go ene. A simolola go ba raya a re: “Gompieno, lokwalo lo, lo dirafetse, mo ditsebeng tsa lona.”
”Mme ba gakgamalela thuto ya gagwe; ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata. Mo ntlong ya thuto ga bo go le motho yo o nang le mowa o o maswe, mme a goa ka lentswe le legolo. A re: “Hee! Re go dirang wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene; o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, o tswe mo go ene,” ya re mowa o o maswe o sena go mo piriganya fa gare ga bone, wa tswa mo go ene, mme wa se ka wa mo utlwisa botlhoko. Botlhe ba welwa ke kgakgamalo, ba raana ba re: “Ana lefoko le ke la eng? Gonne o laola mewa e e maswe ka thata le ka nonofo, mme e tswe.”
”Le mewa e e maswe le yone ya tswa mo bathong ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e leseletsa go bua; ka e mo itse fa e le ene Keresete.
”Jaana e rile a sena go khutla go bua, a raya Simone a re: “Sutelang kwa go boteng, mme lo digele ditloa tsa lona go tshwara.” Simone a mo fetola a re: “Morena, re letse re leka bosigo jotlhe, ra se ka ra tshwara sepe, le fa go ntse jalo ke tlaa digela ditloa ka lefoko la gago.” Ya re ba sena go dira jalo ba sobokanya bontsi jo bogolo jwa ditlhapi, ditloa tsa bone tsa ba tsa kgaoga. Mme ba gwetlha balekane ba bone ba ba mo mokorong o mongwe, gore ba tle go ba thusa. Ba tla; mme ba tlatsa mekoro yoo mebedi ya ba ya tla ya simolola go nwela. Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.”
”Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo akanya eng mo pelong tsa lona?
”Lo sego, mogang batho ba lo ilang, ba ikgaoganya le lona, ba lo kgoba, ba latlha leina la lona jaaka se se bosula, ka ntlha ya Morwa Motho.
”A ba raya a re: “Lona lwa re ke mang?” Petere a mo fetola a re: “O Keresete wa Modimo.” A ba laya thata, a ba laola gore ba se bolelele ope selo seo; a re: “Morwa Motho o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane le ke ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, mme o tlaa bolawa, a ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.”
”“Dilo tsotlhe ke di neetswe ke Rre; mme ga go ope yo o itseng Morwa gore e mang, fa e se Rara; le Rara gore e mang, fa e se Morwa, le mongwe yo Morwa o ratang go mo mo senolela.”
”“Ke a lo raya ka re, le fa e le mang yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, Morwa Motho le ene o tlaa mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo; mme yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, o tlaa itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.
”A tsaya ba ba some le bobedi, a ba raya a re: “Bonang, re ya kwa Jerusalema, mme dilo tsotlhe tse di kwadilweng ke baperofeti di tlaa dirafalela Morwa Motho. Gonne o tlaa neelwa Baditšhaba, mme o tlaa sotlwa, a gagautlwa ka mo go tlhabisang ditlhong, a ba a kgwelwa mathe. Ba tlaa mo seola, ba mmolaya; mme o tlaa ba a tsoga ka letsatsi la boraro.”
”Gonne Morwa Motho o tsile go batla le go boloka se se neng se latlhegile.”
”A tsena mo tempeleng; a simolola go kgoromeletsa ntle ba ba rekisang; a ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa ntlo ya borapelelo,’ mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.” A ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng. Mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, le bagolwane ba batho, ba senka go mmolaya; ba bo ba sa ka ke ba bona ka fa ba ka dirang ka teng, gonne batho botlhe ba mo kgomareletse go mo reetsa.
”A ba leba a re: “Se se kwadilweng e be e le eng fa go twe: ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng, e bile ke lone le le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho?’ Mongwe le mongwe yo o welang mo lentsweng leo o tlaa thubaganngwa; mme yo le tlaa mo welang le tlaa mo gasagasa jaaka lorole fela.”
”Lo tlaa tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me.
”E dira gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla ka leru, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.
”Go tlaa feta legodimo le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.
”A tsaya senkgwe, mme ya re a sena go leboga, a se ngathoganya, a se ba naya a re: “Se ke mmele wa me o o ntshediwang lona; dirang mo, lo nkgopole ka gone.” Senwelo le sone, a se tsaya jalo, morago ga go sena go jewa, a re: “Senwelo se, ke kgolagano e ntšha mo mading a me, e bong a a tshololelwang lona.
”“Mme lona, ke lona ba ke ntseng ke na le lona mo ditekong tsa me; ke lo baya bogosi jaaka Rre a bo mpeile. Gore lo je lo nwe fa lomating lwa me lwa bojelo, mo bogosing jwa me; mme lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.
”Mme ka a le mo tlalelong e e mahehe, a rapela ka tlhoafalo e kgolo; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a magolo a madi, a rothela fa fatshe.
”Go tloga fano jaana, Morwa Motho o tlaa dula ka fa letsogong le legolo la nonofo ya Modimo.” Ba bua botlhe ba re: “A o Morwa Modimo?” A ba raya a re: “Lona lwa re, ke nna ene.”
”Pilato a mmotsa a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?” A mo fetola a re: “O a bolela.”
”E rile ba sena go fitlha felong fa go bidiwang Logata, ba mmapolela teng, le basenyi, mongwe ka fa letsogong le le siameng, yo mongwe ka fa go la molema. Mme Jesu a re: “Rra, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe, ba di laola ka bola.
”Le gone ga bo go le sekwalo fa godimo ga gagwe se se reng: “YO, KE KGOSI YA BAJUTA”.
”Mme a re: “Jesu, a ko o nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago.” Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri, ke a go raya, o tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.”
”Ya bo e setse e ka ne e le nako ya borataro ya motshegare o mogolo; mme ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe, go ya go fitlha mo nakong ya 9. Lesedi la letsatsi le ntse le fifala; mme sesiro sa tempele sa fatoga ka bogare. E rile Jesu a sena go goa ka lentswe le legolo a re: “Rra, ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago;” mme a re a sena go bua jalo a neela mowa.
”Ga dirala, ya re ba sa ntse ba akabetse thata ka ga gone, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse di tsabakelang; ka ba boifa, ba ikobela ditlhogo fa fatshe, ba ba raya ba re: “Lo batlelang motshedi mo baswing? Ga a yo fa; o tsogile; gakologelwang ka fa o buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galilea.
”Mme a simolola ka Moše, le ka baperofeti botlhe, a ba phuthololela mo dikwalong tsotlhe, dilo tse di kwadilweng ka ga gagwe.
”A ba raya a re: “Mafoko a, ke one a nkileng ka a bua le lona fa ke sa na le lona, fa dilo tsotlhe di na le go dirafala, e bong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moše, le mo baperofeting, le mo dipesalemeng, ka ga me.” Foo a rarabolola tlhaloganyo ya bone gore ba tlhaloganye dikwalo; a ba raya a re: “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tlaa swa jalo, mme a ba a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro; le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao, le boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.
”Ga dirala, ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, a isiwa kwa legodimong. Mme ba mo obamela; ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo;
”E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo. Ene yoo o ne a le yo mo tshimologong a ntse le Modimo. Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene; mme kwa ntle ga gagwe ga se ka ga dirwa sepe sa tse di dirilweng.
”O ne a le mo lefatsheng, lefatshe le ne le dirilwe ke ene, mme lefatshe la se ka la mo itse. O ne a tla mo ga gabo, mme ba e neng e le ba ga gabo ba se ka ba mo tshola. Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe, e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo. Mme Lefoko a tla a nna nama, mme a aga mo go rona, mme ra bona kgalalelo ya gagwe, e kete kgalalelo ya yo o tsetsweng a le esi a tswa kwa go Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri.
”Gonne molao o beilwe ka Moše; mme tshegofatso le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete.
”Ya re ka moso a bona Jesu a tla kwa go ene, mme a re: “Bonang, Kwana wa Modimo, yo o tlosang boleo jwa lefatshe!
”mme a leba Jesu jaaka a tsamaya, mme a re: “Bonang, Kwana wa Modimo!”
”Ya re pele a ya a bona Simone monnawe, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” - ke go re Keresete, fa go phuthololwa.
”Nathanaele a mo fetola, a re: “Rabi, o Morwa Modimo; o kgosi ya Iseraele.”
”Ga bo go le ditsaga tsa lentswe di le thataro, di beilwe teng ka fa mokgweng wa Bajuta wa bontlafatso, nngwe le nngwe e lekanye diemere di supa, kgotsa di some. Jesu a ba raya a re: “Thelang metsi mo ditsageng, di tlale.” Ba di thela tsa tlalela ruri. A ba raya a re: “Gang jaana, lo ise kwa molebalebing wa modiro.” Mme ba a isa. Ya re molebalebi wa modiro a leka metsi mo ganong, a jaanong a fetogileng bojalwa jwa mofine, a sa itse kwa a tswang teng, mme batlhanka ba ba gileng metsi ba bo ba itse, molebalebi wa modiro a bitsa monyadi. A mo raya a re: “Batho botlhe ba tle ba beye bojalwa jwa mofine jo bo monate pele; e re batho ba sena go nwa thata, foo ba beye jo bo seng monate; mme wena, bojalwa jwa mofine jo bo monate o bo boloketse lobaka lono.”
”A tshopha senteo sa megala, a di lelekela tsotlhe kwa ntle ga tempele, dinku le dikgomo; le madi a ba ba a ananyang a a goromeletsa fa fatshe, le dimati tsa bone a di pitikolola; ba ba rekisang maphoi a ba raya a re: “Tlosang dilo tse fa; se ntsheng ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” Barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa go kwadilwe ga twe: “Tlhoafalelo ya ntlo ya gago e tlaa nja.” Ke gone Bajuta ba mo fetola ba re: “O re supetsa sesupo sefe ka e le fa o dira dilo tse?” Jesu a ba fetola a re: “Digang tempele e, mme ke tlaa e tsosa ka malatsi a le mararo.”
”Fa ke lo bolelela dilo tsa selefatshe lo sa dumele, lo tlaa dumela jang, fa ke lo bolelela dilo tsa selegodimo? Ga go a tlhatlogela ope kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa Motho yo o kwa legodimong. “Mme jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa gare ga naga, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa fela jalo; gore le fa e le mang yo o dumelang a bone botshelo jo bo sa khutleng mo go ene. Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi.
”“Yo o tswang kwa godimo o godimo ga botlhe; yo o leng wa lefatshe ke wa lefatshe, o bua ga lefatshe; yo o tswang legodimong o godimo ga botlhe.
”Rara o rata Morwa, mme o tsentse dilo tsotlhe mo seatleng sa gagwe. Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”
”Jesu a mo fetola a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metsi a, o tlaa ba a nyorwa gape; mme le fa e le mang yo o tlaa nwang metsi a ke tlaa a mo nosang, ga a ketla a tlhola a nyorwa gope; metsi a ke tlaa a mo nosang a tlaa tswa motswedi wa metsi mo go ene, a a tswelelang botshelong jo bo sa khutleng.”
”Mosadi a mo raya a re: “Ke a itse fa Mesia a tla, yo o bidiwang Keresete; e tlaa re ene a tsile o tlaa re bolelela dilo tsotlhe.” Jesu a mo raya a re: “Nna yo ke buang nao, ke nna ene.”
”Bajuta ba gakalela bogolo go mmolaya ka moo, ka gobo ga se gore o tlola Sabata go le gosi, mme le gone a re Modimo ke Rraagwe tota, a itekanya le Modimo. Foo Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, Morwa ga a na go dira sepe ka esi, fa e se se o bonang Rara a se dira; gonne dilo tse o di dirang, Morwa le ene o di dira fela jalo. Gonne Rara o rata Morwa, mme o mo supetsa tsotlhe tse o di dirang, mme o tlaa mo supetsa ditiro tse dikgolo bogolo go tse, gore lo gakgamale. Gonne jaaka Rara a tsosa baswi, a ba rudise, go ntse fela jalo, Morwa le ene o rudisa ba o ratang go ba rudisa. Rara ga a atlhole motho ope, mme katlholo yotlhe o e neetse Morwa; gore botlhe ba tlotle Morwa fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa ga a tlotle Rara yo o mo romileng. “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong.
”Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo ka lone; mme ba ba utlwang ba tlaa tshela. Gonne jaaka Rara a na le botshelo mo go ene ka esi, o neetse Morwa le ene jalo, gore a nne le botshelo mo go ene ka esi. O mo neetse thata ya go dira katlholo, ka e le Morwa Motho. Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.
”Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang mo go nna, ga a ketla a bolawa ke tlala, le yo o dumelang mo go nna, ga a ketla a nyorwa gope.
”Gonne ke fologile kwa legodimong, ke sa tle go dira go rata ga me, fa e se go rata ga yo o nthomileng.
”Ke nna senkgwe se se tshedileng se se fologileng se tswa legodimong; fa motho le fa e le mang a ja senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng; ee, le gone senkgwe se ke tlaa se ntshang ke nama ya me, gore e nne botshelo jwa lefatshe.”
”Foo Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo sa je nama ya Morwa Motho, fa lo sa nwe madi a gagwe, ga go na botshelo mo go lona. Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo. Gonne nama ya me ke sejo ruri, le madi a me ke seno ruri. Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o ntse mo go nna, le nna mo go ene.
”Barutwa ba gagwe ba le bantsi, ba re ba utlwa jalo, ba re: “Lefoko le ke lefoko le le thata; e mang yo o ka le utlwang?” Mme Jesu, ka a itse ka esi fa barutwa ba gagwe ba ngongoregetse mo, a ba raya a re: “A golo mo go a lo kgopisa? Ana lo ne lo tlaa reng fa lo bona Morwa Motho a tlhatlogela kwa o ne a le teng pele? Mowa ke one o rudisang; nama ga e thuse sepe; mafoko a ke a buileng le lona, ke one a a leng mowa, e bile a botshelo.
”Mme a re: “Ke gone ke lo reileng ka re, ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa a se ka a go newa ke Rara.”
”Ya re ka moo barutwa ba gagwe ba le bantsi ba tenega, ba se ka ba tlhola ba tsamaya nae. Ke gone Jesu a raya ba ba 12 a re: “A le lona lo rata go tsamaya?” Simone Petere a mo raya a re: “Morena, ana re ka ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.
”Jesu a ba fetola a re: “Thuto ya me, ga se ya me; ke ya yo o nthomileng. Fa motho le fa e le mang a rata go dira go rata ga gagwe, o tlaa itse ka ga thuto, gore a e tswa mo Modimong, kgotsa ke ipuisa fela. Yo o ipuisang fela, o senka go ikgalaletsa, mme yo o senkang go galaletsa yo o mo romileng, mme ke ene wa boammaaruri, ga go na tshiamololo epe mo go ene.
”Jesu a ba a bua nabo a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.”
”Ee, mme le fa ke atlhola, katlholo ya me e ammaaruri; gonne ga ke nosi, mme ke nna le Rara yo o nthomileng.
”Ke nna ke supang ka ga me, mme le Rara yo o nthomileng o a ntshupa.”
”A ba raya a re: “Lona lo tswa kwa tlase; nna ke tswa kwa godimo; lona lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lefatshe leno. Ke gone ke lo reileng ka re: ‘Lo tlaa swela mo dibeng tsa lona;’ gonne fa lo sa dumele fa ke le ene, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”
”Foo Jesu a re: “E tlaa re lo sena go tlhatlosa Morwa Motho, ke gone lo tlaa itseng fa ke le ene; le gone lo tlaa itse fa ke sa dire sepe ka nosi, mme ke bua dilo tse fela jaaka Rara a nthutile. Yo o nthomileng ke nna nae; ga a a ntlogela ke le nosi; gonne ke dira ka metlha yotlhe dilo tse di mo kgatlhang.”
”Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, pele Aberahame a ise a nne, nna ka bo ke ntse ke leyo.”
”Jesu a utlwa fa ba mo kgaotse; ya re a mo fitlhela, a mo raya a re: “A o dumela mo go Morwa Modimo?” A fetola a re: “Ene ke mang, Morena, gore ke dumele mo go ene?” Jesu a mo raya a re: “O mmonye, e bile ke ene yo o buang nao.” A re: “Morena ke a dumela.” Mme a mo obamela.
”Jesu a ba a ba raya gape a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, ke nna kgoro ya dinku.
”“Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku botshelo jwa gagwe.
”Ke nna modisa yo o molemo; tse e leng tsa me ke a di itse, le tse e leng tsa me di a nkitse, fela jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; mme ke beela dinku botshelo jwa me. Ke bile ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela. “Ke gone Rara o nthatang, ka gobo ke baya botshelo jwa me, gore ke be ke bo tshole gape. Ga go ope yo o bo ntseelang, ke bo ipeisa fela. Ke na le thata go bo baya, ke bile ke na le thata go ba ke bo tshola. Taolo e, ke e amogetse mo go Rre.”
”Jesu a ba fetola a re: “Ke lo boleletse, mme ga lo dumele; ditiro tse ke di dirang ka leina la ga Rre, tsone di supa ka ga me. Ga lo dumele, ka gobo lo se ba dinku tsa me. Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshale morago; ke di naya botshelo jo bo sa khutleng; ga di ketla di nyelela gope, e bile ga go ope yo o tlaa di phamolang mo seatleng sa me. Rre yo o di nneileng, o mogolo go botlhe; ga go ope yo o nonofileng go di phamola mo seatleng sa ga Rara. Nna le Rara re mongwe fela.”
”Nna le Rara re mongwe fela.” Bajuta ba ba ba tsaya maje go mo kgobotletsa ka one. Jesu a ba raya a re: “Ke lo bontshitse ditiro di le dintsi tse di molemo tsa ga Rara; lo nkgobotleletsa tiro efe ya tsone?” Bajuta ba mo fetola ba re: “Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo, fa e se tlhapatso, le ka ntlha ya gobo o re o le motho, o itira Modimo.”
”Fa ke dira tsone, le fa lo sa dumele nna, dumelang ditiro; gore lo itse, lo bo lo tlhaloganye, fa Rara a le mo go nna, le nna mo go Rara.”
”Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela; le fa e le mang yo o tshelang, a ba a dumela mo go nna, ga a ketla a swa gope. A mo o a go dumela?” A mo raya a re: “Ee, Morena; ke dumetse fa o le Keresete, Morwa Modimo, e bong ene yo o tlang mo lefatsheng.”
”Jesu a lela.
”Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le le godileng a re: “Lasaro, tswa!” Yo o neng a sule a tswa, a sa fapilwe mabogo le maoto ka matsela a phitlho; sefatlhogo sa gagwe le sone se fapilwe ka letsela, Jesu a ba raya a re: “Mo fapololeng lo mo lese a tsamaye.”
”Ya re ka moso bontsi jo bogolo jwa batho ba ba tsileng mo modirong, ka ba utlwa fa Jesu a tla Jerusalema, ba tsaya dikala tsa makolane, ba tswa ba ya go mo kgatlhantsha, mme ba thela lošalaba ba re: “Hosana, go bakwe yo o tlang mo ineng la Morena, e bong Kgosi ya Iseraele.”
”Jesu a ba fetola a re: “Lobaka lo tsile, lo Morwa Motho o tlaa galalediwang ka lone.
”‘Rara, galaletsa leina la gago.’ ” Mme ga tla lentswe le tswa legodimong la re: “Ke le galaleditse, mme ke tlaa ba ke le galaletsa gape.”
”Mme nna, fa ke tlhatlosiwa mo lefatsheng, ke tlaa gogela batho botlhe kwa go nna.” Mo a go bua go kaya mokgwa wa loso lo o tlaa lo swang.
”Isaia a bua dilo tse, ka gobo a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe.
”Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo. Gonne ga ke a ipuisa fela; mme Rara yo o nthomileng ke ene yo o nneileng taolo ya se ke tlaa se bolelang, le ya se ke tlaa se buang.
”Jaana e rile pele ga modiro wa Tlolaganyo, Jesu ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo fitlhile, lwa go tswa mo lefatsheng leno a ya go Rara, e re ka a ratile ba gagwe ba ba mo lefatsheng, a ba ratela ruri go ya bokhutlong.
”Ke gone e rileng a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene; Modimo o tlaa mo galaleletsa mo go one ka osi, o tlaa akofa o mo galaletsa.
”Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna. Fa lo ne lo nkitsile, lo ka bo lo itsile le ene Rre; mme go tloga fano lo a mo itse, mme lo mmonye.”
”A ga o dumele fa ke le mo go Rara, le Rara mo go nna? Mafoko a ke a buang le lona ga ke a ipuise ka nosi; mme Rara, ka a ntse mo go nna, o dira ditiro tsa gagwe. Ntumelang fa ke le mo go Rara, le Rara a le mo go nna; fa go sa nna jalo, ntumelang ka ntlha ya ditiro fela ka tsosi.
”Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o dumelang mo go nna, ditiro tse ke di dirang, le ene o tlaa di dira; o tlaa dira ditiro tse dikgolo go feta tse; gonne ke ya kwa go Rara. Mme se lo tlaa se lopang, le fa e ka nna eng, ka leina la me, sone ke tlaa se dira, gore Rara a galalediwe mo go Morwawe. Fa lo ntopa sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira. “Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.
”E tlaa re mo letsatsing leo lo tlaa itse fa ke le mo go Rre, le lona mo go nna, le nna mo go lona.
”Yo o sa nthateng, ga a tshegetse mafoko a me; mme lefoko le lo le utlwang, ga se la me, ke la Rara yo o nthomileng.
”Lo utlwile jaaka ke lo reile ka re, ke a tsamaya, mme ke tlaa tla kwa go lona. Fa lo ne lo nthata lo ne lo tlaa itumela, ka gobo ke ya kwa go Rara; gonne Rara o mogolo bogolo go nna.
”“Ke nna mofine wa ammaaruri, Rre ke ene Mmaakanyi wa tshimo.
”“Ke nna mofine, lona lo dikala; yo o nnang mo go nna, le nna mo go ene, ke ene yo o ungwang segolo, gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe. Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle jaaka kala, mme e omelele; batho ba di kgobokanye, ba di latlhele mo molelong, mme di jewe ke molelo. Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa.
”Fela jaaka Rara a nthatile, le nna ke lo ratile; nnang mo loratong lwa me. Fa lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo tlaa nna mo loratong lwa me; fela jaaka ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe. “Dilo tse ke di buile le lona, gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo dirafale.
”Taolo ya me ke e, gore lo ratane, fela jaaka le nna ke lo ratile. Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.
”“Fa lefatshe le lo ila, lo a itse fa le nkidile pele, le ise le lo ile.
”Yo o nkilang, o ila le ene Rre.
”O tlaa nkgalaletsa; gonne o tlaa tsaya ga mo e leng ga me, o go lo bolelele. Dilo tsotlhe fela tse Rara o nang natso ke tsa me; ke gone ke rileng, o tsaya ga mo e leng ga me, mme o tlaa go lo bolelela.
”Jaanong re a itse fa o itse dilo tsotlhe, mme o sa tlhoke gore motho ope a go botse; re a dumela ka mo fa o no o tswa Modimong.”
”Bonang lobaka lo etla, ee, lo setse lo fitlhile, lo lo tlaa faladiwang ka lone, mongwe le mongwe a ya ga gabo, lo ntlogela ke le nosi, le fa go ntse jalo ga ke nosi, ka ke na le Rara. Dilo tse ke di buile le lona, gore lo nne le kagiso mo go nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano; mme nametsegang; ke fentse lefatshe.”
”Jesu a bua dilo tse; mme a lelalela legodimong a re: “Rara, lobaka lo fitlhile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse; fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe, e tle e re bone ba o ba mo neileng le fa e ka ne e le mang, a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete. Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneetseng go e dira. Mme jaana, Rara, a ko o nkgalaletse nao, ka kgalalelo e ke neng ke ntse ke na nayo nao pele lefatshe le ise le nne.
”Ke a ba rapelela; ga ke rapelele lefatshe, fa e se bone ba o ba nneileng, gonne ke ba gago; dilo tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago, le tsa gago ke tsa me; mme ke galalediwa mo go tsone.
”Jaana ke ya koo go wena; mme dilo tse, ke di bua mo lefatsheng, gore boitumelo jwa me bo dirale mo go bone ka bosi. Ke ba neile lefoko la gago; mme lefatshe la ba ila, ka gobo ba se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.
”gore ba nne bangwe fela botlhe; fela jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna mo go wena, gore le bone ba nne mo go rona, gore lefatshe le dumele fa o nthomile. Le kgalalelo e o e nneileng, ke e neile bone, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona re le mongwe fela. Nna mo go bone, le wena mo go nna, gore ba dirwe boitekanelo mo bongwefeleng; gore lefatshe le itse fa o nthomile, le gore o rata bone, fela jaaka o ratile nna. “Rara, ba o ba nneileng, ke rata gore kwa ke teng, le bone ka bo ke na nabo; gore ba bone kgalalelo ya me, e o e nneileng; gonne o nthatile pele ga tlholego ya lefatshe.
”Ba mo fetola ba re: “Jesu wa Nasaretha.” Jesu a ba raya a re: “Ke nna.” Mme Jutase yo o mo okang, le ene a bo a eme nabo. Ke gone, e rileng a ba raya a re: “Ke nna,” ba kata ka morago, ba wela fa fatshe.
”Jesu a mo fetola a re: “Bogosi jwa me ga se jwa lefatshe leno; fa bogosi jwa me e ka bo e le jwa lefatshe leno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neelwa Bajuta; mme jaana bogosi jwa me ga se jwa mono.” Foo Pilato a mo raya a re: “Mme a o kgosi?” Jesu a mo fetola a re: “Wena wa re ke kgosi. Ke tsaletswe gone moo, mme ke tletse gone moo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.”
”Mme batlhanka ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona. Ba tla fa go ene ba re: “Dumela Kgosi ya Bajuta!” Mme ba mo gatla ka dithobane.
”Bajuta ba mo fetola ba re: “Re na le molao, mme ka fa molaong oo, o tshwanetse go swa, ka gobo a itirile Morwa Modimo.”
”Ya bo e le Iketleetso ya Tlolaganyo; e le nako ya sethoboloko. Mme a raya Bajuta a re: “Bonang kgosi ya lona!” Foo ba goa ka thata ba re: “A a ye koo, a a ye koo, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “A ke tlaa bapola kgosi ya lona?” Ditlhogo tsa baperesiti tsa mo fetola tsa re: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesare.”
”Le gone Pilato a kwala lokwalo, a lo baya mo mokgorong. Mme ga bo go kwadilwe, go twe: “JESU WA NASARETHA KGOSI YA BAJUTA.” Foo Bajuta ba le bantsi ba bala lokwalo lo, gonne felo fa Jesu o bapoletsweng teng go ne go le gaufi le motse, mme ga bo go kwadilwe ka Sehebere, le Seroma, le Segerika. Foo ditlhogo tsa baperesiti ba Bajuta tsa raya Pilato tsa re: “Se kwale go re: ‘Kgosi ya Bajuta’, mme o re: ‘Ene o rile: Ke kgosi ya Bajuta’.” Pilato a ba fetola a re: “Se ke se kwadileng ke se kwadile.”
”Morago ga moo, ka Jesu a itse fa jaanong dilo tsotlhe di setse di weditswe, mme gore lokwalo lo dirafale, a re: “Ke nyorilwe.”
”Ya re Jesu a sena go amogela botšarara, a re: “Go weditswe!” mme a oba tlhogo, a neela mowa.
”a bona baengele ba le babedi ba ba apereng bosweu, ba dutse fa setoto sa ga Jesu se neng se le teng, mongwe a le fa tlhogong, yo mongwe fa dinaong. Ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?” A ba raya a re: “Ke ka gobo ba tlositse Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.” Ya re a sena go bua jalo, a retologa, mme a bona Jesu a eme, mme a sa itse fa e le Jesu. Jesu a mo raya a re: “Mosadi o lelelang? O batla mang?” Mme ene ka a gopotse gore ke mmaakanyi wa tshimo, a mo raya a re: “Morena, fa o mo tlositse, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa mo tlosa.” Jesu a mo raya a re: “Maria!” A ithetolola, a mo raya ka Sehebere, a re: “Raboni,” ke go re: “Moruti.”
”Jaana ya re go sa le letsatsi leo, e le letsatsi la ntlha la beke, go le maabanyane, go bile go tswetswe fa barutwa ba leng teng, ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu a fitlha a ema fa gare ga bone, a ba raya a re: “Kagiso e nne le lona.”
”E rile malatsi a a 8 a sena go feta, barutwa ba gagwe ba bo ba bile ba le mo teng, le ene Thomase a na nabo. Jesu a tla go tswetswe, a ema fa gare ga bone, a re: “Kagiso e nne le lona.” Foo a raya Thomase a re: “Ntshetsa kwano monwana, o bone diatla tsa me; ntshetsa kwano seatla, o se tsenye mo lotlhakoreng lwa me; se nne pelaelo mme o dumele.” Thomase a mo fetola a re: “Morena wa me, le Modimo wa me.”
”Jesu a dira ditshupo di le dintsi di sele fa pele ga barutwa ba gagwe, tse di sa kwalwang mo lokwalong lo; mme tse, di kwadilwe gore lo dumele fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bone botshelo mo ineng la gagwe ka go dumela.
”A ba raya a re: “Digelang lotloa ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga mokoro, mme lo tlaa tshwara.” Foo ba lo digela, mme ba retelelwa ke go lo goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi. Foo morutwa yo Jesu o mo ratang, a raya Petere a re: “Ke Morena.” Ya re Petere a utlwa fa e le Morena, a ikgatlhelela kobo ya gagwe, gonne o ne a sa apara sepe, mme a ithabuetsa mo lewatleng.
”Go bile go na le dilo di le dintsi di sele tse Jesu o di dirileng, tse e ka reng fa di ne di ka kwalwa tsotlhe, ke a gopola gore le e leng lefatshe le ne le sa ka ke la bonela dikwalo tse di neng di ka kwalwa sebaka sa go di tshola.
”ba o bileng a ba ipontsha a tshedile, morago ga loso lwa gagwe, ka ditshupo di le dintsi, a bonala mo go bone ka lobaka lwa malatsi a a 40, a bua dilo tse e leng tsa bogosi jwa Modimo;
”E rile a sena go bua dilo tse, ba ntse ba lebile, a tlhatlosiwa; leru la mo tshola mo ponong ya bone. Ya re ba sa ntse ba lebile thata kwa loaping jaaka a tsamaya, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu; ba ba bileng ba bua ba re: “Lona banna ba Galilea, lo emetseng lo lebile kwa loaping? Jesu yo, yo o tsholeleditsweng kwa legodimong a tswa mo go lona, o tlaa tla jalo fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”
”“Lona banna ba Iseraele, utlwang mafoko a: Jesu wa Nasaretha, e le monna yo Modimo o lo supeditseng go itumela ga one mo go ene, ka ditiro tsa nonofo le dikgakgamatso, le ditshupo tse Modimo o di dirileng ka ene mo gare ga lona, jaaka le lona lo itse; ene yoo, ka a ne a ntshitswe gale ka boikaelelo le kitsetsopele ya Modimo, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa batho ba ba ipheferileng mo molaong.
”ene o rile ka selo se a se bonela pele, a bua ka ga go tsoga ga Keresete a re, ga a a tlogelwa mo Bobipong, le nama ya gagwe ga e a bona go bola.
”E re ka a goleditswe ke Modimo go nna ka fa tsogong le legolo la one, mme a amogetse mo go Rara lefoko la tsholofetso ka ga Mowa o o Boitshepo, o goromeditse selo se, se lo se bonang lo se utlwang.
”“Ke gone a botlhe ba ntlo ya Iseraele ba itsetse ruri, fa Modimo o mo dirile Morena le Keresete, e bong ene Jesu yo lo mmapotseng.”
”lwa bolaya Kgosana ya botshelo, yo Modimo o mo tsositseng mo losong; mo re leng basupi ba gone.
”a go itsiwe ke lona lotlhe le batho botlhe ba Iseraele, fa e le ka leina la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, yo lo mmapotseng, yo Modimo o mo tsositseng mo losong; ka re, monna yo, o eme fa, fa pele ga lona a fodile, e le ka ene. Ke ene lentswe le le nyaditsweng ke lona baagi, le le bileng le dirilwe la tlhogo ya kgokgotsho. Ga go na poloka mo go ope o sele; le gone ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo go lone.”
”Modimo wa borraetsho o tsositse Jesu, yo lona lo mmolaileng, ka go mo pega mo setlhareng. Ene yoo, Modimo o mo goleditse ka seatla sa one se segolo, gore a nne Kgosana le Mmoloki, gore a neye Iseraele boikwatlhao le boitshwarelo jwa dibe.
”Mme ene ka a tletse Mowa o o Boitshepo, a nna a lelalela legodimong fela, mme a bona kgalalelo ya Modimo, le Jesu a eme ka fa letsogong le legolo la Modimo, a re: “Bonang, ke bona magodimo a atlhamologile, le Morwa Motho a eme ka fa letsogong le legolo la Modimo.”
”Jaana fa o ne a bala teng mo lokwalong, ke fa go reng: “O ne a gogelwa jaaka nku tlhabong; le jaaka kwanyana e didimetse fela fa pele ga mmeodi wa yone, le ene ga a tswe molomo jalo:
”Lefoko le o le rometseng bana ba Iseraele, o bolela Mafoko a a Molemo a kagiso ka Jesu Keresete – ke ene Morena wa botlhe –
”ke raya Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, yo o ne a nna a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba patikwang ke diabolo; gonne Modimo o ne a na nae.
”Ene Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, mme wa mo naya gore a bonadiwe; e seng mo bathong botlhe, fa e se mo basuping ba ba itshenketsweng gale ke Modimo, e bong mo go rona ba re jeleng, ra nwa nae a sena go tsoga mo baswing. Mme a re laya gore re rerele batho, re supe fa yo e le ene yo o laotsweng ke Modimo, gore a nne moatlhodi wa batshedi le baswi. Ke ene yo baperofeti botlhe ba supang ka ga gagwe, fa mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a tlaa bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.”
”A ranola, a ba rulaganyetsa gore, go ne go tshwanetse fa Keresete a tlaa swa, le go ba a tsoga mo losong, a ba a re: “Jesu yo ke mo lo bolelelang, ke ene Keresete.”
”e bong gore, Keresete o na le go swa, le gore ke ene wa pele yo o tlaa bolelang lesedi mo bathong, le mo go Baditšhaba, ka go tsoga mo baswing.”
”ka ga Morwa wa one, yo o tsetsweng a le wa losika lwa ga Dafite ka fa nameng. Yo o tlhomamisitsweng fa e le Morwa Modimo ka nonofo, ka fa moweng wa boitshepo, ka go tsoga mo baswing; e bong Jesu Keresete Morena wa rona,
”Ke gone, e re ka re siamisitswe ka tumelo, a re nneng le kagiso mo Modimong ka Morena wa rona Jesu Keresete;
”Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. Fa e le foo, bogolo thata re tlaa gololwa mo bogaleng jwa Modimo ka ene, ka jaana re siamisitswe ka madi a gagwe. Gonne fa e rile re sa ntse re le baba ra letlanngwa le Modimo ka loso lwa Morwa wa one, bogolo thata re tlaa bolokwa ka botshelo jwa gagwe, ka re setse re letlantswe; ga se gone gotlhe; le gone re itumela mo Modimong ka Morena wa rona Jesu Keresete, yo gompieno re setseng re bonye tetlanyo ka ene.
”Fa re kile ra swa le Keresete, re a dumela fa le gone re tlaa tshela nae; ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene. Gonne loso lo o lo suleng, a lo swela ruri gangwe fela ka ga boleo; mme botshelo jo o bo tshedileng, o bo tshelela Modimo. Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu.
”Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
”Ke gone jaanong go se nang tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu. Gonne molao wa Mowa wa botshelo mo go Keresete Jesu, o nkgolotse mo molaong wa boleo le wa loso. Gonne se molao o ne o retelelwa ke go se dira, ka gobo o le bokoa ka fa nameng, Modimo wa sekisa boleo mo nameng ka go roma Morwa wa one a le mo tshwanong ya nama e e leofang, a bile a le setlhabelelo sa boleo;
”Mang yo o tlaa re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke pitlagano, kgotsa tlalelo e e mahehe, kgotsa pogiso, kgotsa tlala, kgotsa bosaikategang, kgotsa poitshego, kgotsa tšhaka?
”Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
”ba borara e leng ba bone, le ba Keresete o tswang mo go bone ka fa nameng, yo o leng tlhogo ya tsotlhe, e le Modimo o o bakwang ka bosakhutleng. Amen.
”la go re: Fa o tlaa ipolela ka molomo fa Jesu e le Morena, o ba o dumela mo pelong ya gago fa Modimo o mo tsositse mo losong, o tlaa bolokwa.
”Gonne Kereste o swetse gone moo, a ba a tloga a tshela, gore a tle a nne Morena wa baswi le wa batshedi.
”Gonne Keresete ga a a ka a nthoma gore ke ye go kolobetsa, fa e se gore ke ye go rera Mafoko a a Molemo; mme e be e se ka botlhale jwa puo, e se re kgotsa mokgoro wa ga Keresete wa dirwa lefela fela. Gonne lefoko la mokgoro ke dinyana mo go ba ba senyegang; mme mo go rona ba re bolokwang, ke nonofo ya Modimo.
”mme rona re rera Keresete a bapotswe, e le sekgopiso mo Bajuteng, mme mo go Baditšhaba e le dinyana fela; mo go ba ba biditsweng, Bajuta le Bagerika, re rera Keresete, e le nonofo ya Modimo, le botlhale jwa Modimo.
”Mme lona lo ba one mo go Keresete Jesu, yo o re diretsweng botlhale jo bo tswang Modimong, le tshiamo, le boitshepiso, le thekololo;
”Gonne ke ne ke ikaeletse gore ga nketla ke itse sepe mo go lona, fa e se Jesu Keresete, le ene a bapotswe.
”E le jo go seng ope wa babusi ba lefatshe leno yo o bo itseng; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morena wa kgalalelo.
”e re lo phuthegile, lo na le mowa wa me, le thata ya Morena wa rona Jesu, ka re: Mo ineng la Morena wa rona Jesu,
”Tlosetsang ruri sebediso se segologolo, gore lo nne boupe jo boša, fela jaaka lo sa bedisega. Gonne le yone Tlolaganyo ya rona e isitswe setlhabelo, e bong Keresete.
”le fa go ntse jalo mo go rona, go Modimo o le mongwe fela, e bong Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, le rona re nnetse ene; e bile go Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete, yo dilo tsotlhe di emeng ka ene, le rona ka ene.
”Ke gone ke a lo tlhaloganyetsa, gore ga go ope yo e a reng a bua ka Mowa wa Modimo, a ba a ka re: “Jesu o hutsegile,” mme ga go motho ope yo o ka reng: “Jesu ke Morena,” fa e se ka Mowa o o Boitshepo.
”Jaana lona lo mmele wa ga Keresete; mme mongwe le mongwe lo ditokololo tsa one. Modimo o tlhomile bangwe mo phuthegong, ba ntlha baaposetole, ba bobedi baperofeti, ba boraro baruti, foo go nne dikgakgamatso, mme gape go nne dineo tsa phodiso, le dithuso, le dipuso, le dipuopuo dingwe le dingwe.
”Gonne e rile pelepele ka lo neela mo le nna ke go amogetseng, e bong gore Keresete o swetse dibe tsa rona ka fa dikwalong; le gore, o ne a fitlhwa; le gore, o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa dikwalong; le gore, a bonwa ke Kefase; le ke ba ba 12 morago ga moo. Morago a bonwa ke badumedi ba ba fetang 500 ka lobaka lo le longwe fela, ba bontsi jwa bone ba sa ntseng ba leyo le gompieno, bangwe ba setse ba robetse;
”Nnyaa, jaanong Keresete o tsositswe mo baswing, e le lebutswapele la ba ba robetseng. Gonne e re ka loso lo tsile ka motho, go tsoga ga baswi le gone go tsile ka motho. Gonne jaaka botlhe ba swa ka Atame, go ntse jalo, botlhe ba tlaa tshedisiwa ka Keresete. E tlaa bo e le mongwe le ka fa thulaganyong ya gagwe: Keresete e le ene lebutswapele; foo go tle ba e leng ba ga Keresete, mo go tleng ga gagwe. Foo go tle bokhutlo jo o tlaa neelang Modimo, e bong Rara, bogosi ka jone, a sena go nyeletsa puso yotlhe le taolo, le nonofo. Gonne o na le go busa fela, a ba a tla a tsamaye a beye baba botlhe ba gagwe fa tlase ga dinao tsa gagwe. Mmaba wa bofelo yo o tlaa nyelediwang ke loso. “Gonne, o beile dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe.” Fa o re: “Dilo tsotlhe di beilwe mo taolong,” go a bonala fa go sa rewe one o o beileng dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe. E tlaa re dilo tsotlhe di sena go bewa mo taolong ya gagwe, foo Morwa one le ene ka esi, o tlaa bewa mo taolong ya one o o beileng dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo o nne gotlhe mo go tsotlhe fela.
”Megopolo ya bone e ne e kgwaraladitswe; gonne le gompieno, fa go balwa kgolagano e kgologolo, losire loo fela lo bo lo sa ntse lo setse, lo sa tlosiwe; mme losire loo lo tlositswe mo go Keresete.
”Le gale fa Mafoko a a Molemo a rona a siregile, a siregetse bone ba ba swang; mo go ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumelang, gore lesedi la Mafoko a a Molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela. Gonne ga re ithere, re rera Keresete Jesu fa e le Morena, re ba re re, re batlhanka ba lona ka ntlha ya ga Jesu. Ka e le Modimo o o rileng: “Lesedi le tlaa phatsima le tswa mo lefifing,” ke one o o phatsimang mo dipelong tsa rona, go re naya lesedi la kitso ya kgalalelo ya Modimo, mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete.
”Gonne rotlhe re na le go bonadiwa fa pele ga senno sa tshekelo sa ga Keresete, gore mongwe le mongwe a amogele dilo tse di dirilweng mo mmeleng, ka fa o dirileng ka teng, gongwe e le molemo, gongwe e le bosula.
”Ke gone, fa motho a le mo go Keresete, o a ba a le sebopiwa se seša; dilo tsa bogologolo di fetile; bonang, di ntse dintšha.
”Ene yo o ne a sa itse boleo bope, o mo dirile go nna boleo mo boemong jwa rona; gore rona re nne tshiamo ya Modimo mo go ene.
”Gonne lo a itse bopeloyalorato jwa Morena wa rona Jesu Keresete, gore le fa a ne a humile, le fa go ntse jalo a humanega ka ntlha ya lona, gore lo tle lo hume ka khumanego ya gagwe.
”Ke bapotswe le Keresete; le fa go ntse jalo ke tshedile; le fa go ntse jalo e be e sa tlhole e le nna, mme ke Keresete o tshedileng mo go nna; botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, ke bo tshelela mo tumelong, e bong tumelo e e mo go Morwa Modimo, yo o nthatileng, a ba a intshetsa nna.
”Keresete o re rekolotse mo phutsong ya molao, ka a diregile phutsego mo boemong jwa rona; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsegile mongwe le mongwe yo o pegilweng mo setlhareng.”
”mme e rile motlha o o tletseng o fitlha, Modimo wa roma Morwa one, a belegwe ke mosadi, a tsholetswe mo molaong, gore a rekolole ba ba mo molaong, gore re tle re newe boemo jwa bongwana.
”gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, le Rara wa kgalalelo, a ke a lo neye mowa wa botlhale le wa tshenolelo mo kitsong ya one. Ka jaana matlho a dipelo tsa lona a sedifaditswe; lo ko lo itse e e leng tsholofetso ya pitso ya one, le e e leng letlotlo la kgalalelo ya boswa jwa one mo baitsheping. Le jo e leng bogolo jo bo feteletseng jwa thata ya one ntlheng ya rona ba re dumetseng, ka fa go direng ga thata ya nonofo ya one. Mo o go dirileng mo go Keresete, ka o mo tsosa mo baswing, wa mo dudisa ka fa letsogong la one le legolo mo mannong a selegodimo. Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi, le maina otlhe a a rewang, e seng mo fatsheng leno losi, e leng le mo go le le tlang, mme wa baya dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe. Phuthego ke mmele wa gagwe, botlalo jwa gagwe yo o tlatsang dilo tsotlhe mo go gotlhe fela.
”Ka lo agilwe mo motheong wa baaposetole le baperofeti, Keresete Jesu ka esi e le ene lentswe le legolo la kgokgotsho; yo kago nngwe le nngwe e e kitlantsweng ka tomagano e ntle, e golelang mo go ene, e le tempele e e boitshepo mo Moreneng; yo le lona lo agilweng mmogo mo go ene gore lo nne boago jwa Modimo ka Mowa.
”Yo o fologileng e ntse ke ene yo o tlhatlogetseng kwa godimodimo ga magodimo otlhe, gore a tle a tlale ka dilo tsotlhe.
”Mme ka go bua boammaaruri mo loratong, re be re golele ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete; yo go tswang mo go ene go bopega sentle le go kitlana ga mmele otlhe ka se se tswang mo tokololong nngwe le nngwe, ka fa go direng ka tekanyo ga nama nngwe le nngwe, go thuthugisetsa mmele mo go ikageng ga one mo loratong.
”Ke gone nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang. Lo sepele mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a lo ratile, a intshetsa rona, a nna tshupelo le setlhabelelo Modimo, tse di isediwang go nna lonko lo lo monate.
”ka gobo re ditokololo tsa mmele wa gagwe.
”Lo nne le pelo e mo go lona, e e neng e le mo go Keresete Jesu le ene, yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya fa go lekana le Modimo e le se se ka huparelwang, mme a ikhudula, a tsaya tshwano ya motlhanka, ka a dirwa mo tshwanong ya batho. Mme o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro. Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe; gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.
”gore ke itse ene, le thata ya go tsoga ga gagwe, le go tlhakanela nae dipogiso tsa gagwe, ke bopegela mo tshwanong ya loso lwa gagwe; e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke ye go fitlha mo go tsogeng ga baswi.
”yo o re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one; yo re nang le thekololo ya rona mo go ene, e bong boitshwarelo jwa dibe tsa rona. Ene yo e leng setshwano sa Modimo o o sa bonweng, e le ene motsalwapele mo lobopong lotlhe; gonne dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng, le fa e ka ne e le manno a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magosana, kgotsa mebuso, dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene; e bile ene o ntse pele ga dilo tsotlhe, dilo tsotlhe di bile di tshwaraganye mo go ene. Ke ene tlhogo ya mmele, e bong phuthego; ene yo e leng tshimologo, le motsalwapele go tswa mo baswing; gore mo dilong tsotlhe, ene a bone boemo jo bo kwa pele. Gonne e ne e le mo go kgatlhileng Rara, gore botlalo jotlhe bo age mo go ene; le gore a itetlanyetse dilo tsotlhe ka ene, ka a dirile kagiso ka madi a mokgoro wa gagwe; ka re, ka ene, le fa e ka ne e le dilo tse di mo lefatsheng, kgotsa dilo tse di kwa magodimong.
”gore dipelo tsa bone di ke di gomotsege; e re ba logaganye mo loratong, ba bile ba na le boitlhomamiso jo bo tletseng jwa tlhaloganyo, ba ke ba itse bosaitsiweng jwa Modimo, e bong Keresete, yo lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fithilweng mo go ene.
”Gone go agile botlalo jotlhe jwa Bomodimo sebele fela mo go ene. E bile lona lo tladitswe mo go ene yo e leng tlhogo ya bogosana jotlhe le nonofo.
”Mme o rile a sena go itlhotlhora magosana le bathati, a ba supa mo ponatshegong, a ba jela koma mo go one mokgoro.
”Ke gone, a e re fa lo tsositswe mmogo le Keresete, batlang dilo tse di kwa godimo, kwa Keresete o ntseng teng, a dutse ka fa letsogong le legolo la Modimo.
”Gonne go Modimo o le mongwe fela, go bile go motsereganyi le ene a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi, e bong Keresete Jesu, yo o intshitseng go nna thekololo ya botlhe; e le tshupo e e tlaa supiwang mo metlheng ya yone;
”Kwa ntle ga kgang, boteng jwa bosaitseweng jwa poifo Modimo bo bogolo; ke go re: Ene yo o bonaditsweng mo nameng, a siamisiwa ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo merafeng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholelediwa kwa kgalalelong.
”Ka re, o tshegetse taolo e ka mo go se nang selabe, le ka mo go se nang mokgobo, go ya go fitlha mo go bonatshegeng ga Morena wa rona Jesu Keresete; mo o tlaa go bonatsang mo metlheng ya gone, e bong ene yo e leng Mothata yo o bakwang le yo o esi, Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena; yo o nang le bosasweng a le esi, a bile a agile mo leseding le le sa ka keng la atamelwa; yo go seng motho ope yo o kileng a mmona, le gone ope a sa ka ke a mmona; yo tlotlo le thata tse di sa yeng kae di ka kang, tsa nna kwa go ene. Amen.
”Ke a go laya mo ponong ya Modimo, le ya ga Keresete Jesu, yo o tlaa atlholang batshedi le baswi le ka go bonatshega ga gagwe, le ka bogosi jwa gagwe, ka re:
”re ntse re lebeletse tsholofelo ya letlhogonolo, le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo wa rona, le Moreboloki Jesu Keresete;
”Modimo, o e rileng ka o buile le borara mo metlheng ya bogologolo ka baperofeti, ka mafoko mangwe le mangwe, le ka mekgwa mengwe le mengwe, o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene; yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.
”Gonne o kile wa raya ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “O Morwaake, ke go tsetse gompieno”? Gape, “Ke tlaa nna Rraagwe, Mme ene o tlaa nna Morwaake”? Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele.”
”Mme ka ga Morwa one o buile, wa re: “Setulo sa gago sa bogosi, Modimo, se ntse ka bosakhutleng le ka bosaengkae; tsamma ya thokgamo ke yone tsamma ya bogosi jwa gago. O ratile tshiamo mme wa ila boikepo; ke gone Modimo, Modimo wa gago, o go tloditseng ka lookwane lwa boitumelo godimo ga bankana ba gago.” Gape: “Wena Morena, e rile mo tshimologong wa thaya motheo wa lefatshe, mme magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago; tsone di tlaa nyelela, mme wena o nnetse ruri; tsone tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo; mme o tlaa di mena jaaka morepo, jaaka seaparo, mme di tlaa fetolwa; mme wena o bo o ntse jaaka o ntse fela, dinyaga tsa gago ga di ketla di fela.”
”Gonne e re ka ene ka esi a bogisegile ka a raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang.
”Ke gone bagaetsho ba ba itshepileng, lo le baabedwi ba pitso ya selegodimo, akanyang Moaposetole le Moperesiti yo mogolo wa tumelo ya rona, e bong Jesu;
”Ke gone e re ka re na le moperesiti yo mogolo bogolo, yo o raletseng magodimo, e bong Jesu Morwa Modimo, a re tshegetseng boipolelo jwa one ka thata. Gonne moperesiti yo mogolo yo re nang nae, ga se yo o sa ka keng a angwa ke go utlwana le rona makoa a rona; mme ke yo o kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a se na boleo.
”(E bong Jesu,) yo e rileng mo metlheng ya gagwe a le mo nameng, a sena go isa merapelo le mekokotlelo e e nang le selelo se setona, le dikeledi, kwa go ene yo o nonofileng go mo golola mo losong; ya re a sena go utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe; le fa a le ngwana, le fa go ntse jalo, a ithuta kutlo ka dilo tse o di bogileng. Mme e rile a sena go dirwa boitekanelo, a tswa mosimolodi wa poloka e e sa khutleng mo go botlhe ba ba mo utlwang, a rewa ke Modimo leina go twe, Moperesiti yo mogolo ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.
”Mme ene, e re ka a ntse ka bosakhutleng, boperesiti jwa gagwe ke jo bo sa ka keng jwa fetoga. Ke gone ka moo le gone o nonofileng go bolokela ruri ba ba atamelang Modimo ka ene, ka a ntse a tshedile ka metlha yotlhe go ba rapelela. Gonne re ne re tshwanetswe ke moperesiti yo mogolo, yo o ntseng jalo, a le boitshepo, a se na boleo, a se na leswe, a lomologanye le baleofi, mme a goleditswe godimo ga magodimo; e le yo go sa batlegeng gore a etse baperesiti ba bagolo bale, go tla a isa ditlhabelo ka malatsi otlhe, lwa ntlha ka ga dibe tse e leng tsa gagwe, morago ka ga dibe tsa batho; gonne mo o go diretse ruri gangwe fela, jale ka go ikisa ene setlhabelo. Gonne molao o baya batho baperesiti ba bagolo, e le ba ba nang le bokoa, mme lefoko la ikano le le duleng kwa morago ga molao, le baya Morwa Modimo, a itekanetse ka bosakhutleng.
”Jaana mo dilong tse re di buang, tshobokanyo ya tsone ke e, go re: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o dutseng ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga setulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong,
”Gonne fa kgolagano eo ya pele e ka bo e le e e se nang molato, go ka bo go ne go se ka ga senkelwa ya bobedi bonno. Gonne e rile o bona batho ba one molato, wa bua wa re: “Bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa dirang kgolagano e ntšha le ba ntlo ya ga Iseraele, le ba ntlo ya ga Juta ka yone.
”E re ka o bua o re: “Kgolagano e ntšha,” ke go re, ya pele, o e dirile kgologolo. Se se leng segologolo mme se onala, se bo se le gaufi le go nyelela.
”Mme ka Keresete a tsile, e le moperesiti yo mogolo wa dilo tse di molemo, tse di tlang, di tla ka one motlaagana o o gaisang ka bogolo le ka boitekanelo o o sa dirwang ka diatla, ke go re e se wa tlholego eno, le gone e seng ka madi a dipodi, le fa e le a dinamane, mme e le ka madi a gagwe ka esi; ya re a sena go dira thekololo e e emeng ka bosakhutleng, a tsenela ruri gangwe fela mo Felong ga Boitshepo.
”Ene ke motsereganyi wa kgolagano e ntšha ka ntlha ya gone moo; gore e tle e re ka loso longwe lo dirafetse, lwa thekololo ya ditlolo tsa motlha wa kgolagano ya pele, bone ba ba biditsweng ba tle ba amogele polelo ya tsholofetso ya boswa jo bo sa khutleng. Gonne kwa go nang le lokwalo lwa go aba boswa, loso lwa yo o lo dirileng lo tshwanetse lwa bo lo dirafetse. Gonne lokwalo lwa go aba boswa lo na le tiro kwa loso lo dirafetseng teng; ke a botsa go re, a lo tle lo dirane le tiro modiri wa lone a sa ntse a tshedile? Ke gone ka moo le e leng yone kgolagano ya pele, ga e a ka ya tlhomamisiwa kwa ntle ga madi.
”Ka fa molaong, e kete nka re dilo tsotlhe di ntlafadiwa ka madi; mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo.
”Gonne Keresete ga a ka a tsena mo Felong gongwe ga Boitshepo, fa go dirilweng ka diatla, fa go leng setshwano sa felo ga ammaaruri; mme o tsenye mo go le e leng legodimo tota, go tla a bonalela rona jaanong fa pele ga sefatlhogo sa Modimo;
”jalo le ene Keresete, ka a isitswe setlhabelo gangwe fela, gore a tle a belege maleo a batho ba le bantsi, o tlaa bonala lwa bobedi, kwa ntle ga boleo, a bonalela ba ba mo lebeletseng go ba boloka.
”Mme ene, o rile a sena go isetsa ruri setlhabelo sa dibe se le sengwe fela, a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo,
”Ke gone, bagaetsho, e re ka re na le tshosologo ya go tsena mo Felong ga Boitshepo ka madi a ga Jesu, ka tsela e o e re diretseng, tsela e ntšha le e e tshedileng, e e tsenang ka sesiro, ke go re, nama ya gagwe, e re ka re na le moperesiti yo mogolo, yo o laolang ntlo ya Modimo,
”re ntse re lebile kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona, yo e rileng ka boitumelo jo o bo beetsweng pele a itshokela mokgoro, a nyatsa ditlhong, mme a dula ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la setulo sa Modimo sa bogosi. A lo ke lo akanyeng ene yo o itshoketseng kganelo e e kalokalo ya baleofi ba ba ikganetsang, gore lo tle lo se ka lwa lapa, lwa ngodiega mo meweng ya lona.
”Le mo go Jesu motsereganyi wa kgolagano e ntšha, le mo mading a kgatsho a a itseng go bua go gaisa a ga Abele.
”Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane le wa gompieno, ee, le wa ka bosakhutleng.
”Jaana Modimo wa kagiso, o o bileng o busitse Modisa yo Mogolo wa dinku mo baswing, ka madi a kgolagano e e sa khutleng, e bong Morena wa rona Jesu, a o lo dire go nna boitekanelo mo go sengwe le sengwe se se molemo, go dira go rata ga one, ka go dira mo go rona se se kgatlhang mo matlhong a one, ka Jesu Keresete; yo kgalalelo e ka kang ya nna kwa go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”Bagaetsho, lo se ka lwa pataganya go dumela ga lona mo go Morena wa rona Jesu Keresete, Morena wa kgalalelo, le go tlhaola batho.
”A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o bileng o re tsaletse go re isa tsholofelong e e tshedileng, ka fa boutlwelong botlhoko jo bogolo jwa one, ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing. Go tla re bona boswa jo bo sa boleng, le jo bo sa leswafalang, le jo bo sa nyeleleng, jo lo bo beetsweng kwa legodimong, e bong lona ba lo dibelwang ke thata ya Modimo ka tumelo, go tla lo bona poloko nngwe e e etleetsegetseng go senolwa mo motlheng wa bofelo.
”fa e se ka madi a a tlhokegang, e kete a kwanyana e e se nang bogole, le fa e le selabe, e bong madi a ga Keresete. Yo le gale o sa le a itsiwe pele ga motheo wa lefatshe, mme a senolwa mo bofelong jwa metlha ka ntlha ya lona, lona ba lo dumelang ka ene mo Modimong, o o mo tsositseng mo baswing, mme wa mo naya kgalalelo; gore go dumela ga lona, le go solofela ga lona, e nne mo Modimong.
”Yo e reng lo tla mo go ene, e le lentswe le le tshedileng, le gale e le le le gannweng ke batho, mme mo Modimong e be e le le le itshenketsweng, le le tlhokegang. Ka re, le lona, jaaka maje a a tshedileng, go agiwa ntlo ya semowa ka lona, go tla lo nna boperisiti jo bo itshepileng jwa go isa ditlhabelo tsa semowa, tse di lebosegang mo Modimong ka Jesu Keresete. Gonne go mo Lokwalong, ga twe: “Bonang ke baya mo Sione lentswe le legolo la kgokgotsho, le le itshenketsweng, le le le tlhokegang: yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.”
”Ke gone botlhokego bo kwa go lona ba lo dumetseng; mme kwa go ba ba sa dumelang: “Lentswe le baagi ba le ganneng, ke lone le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho.” Gape: “Lentswe la kgokgweetso, le lefika la kgopiso,” gonne ba kgweetsega mo lefokong, ka e le ba sa utlweng; e le mo ba bileng ba go laoletswe.
”Gonne lo bileditswe gone moo; gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe: “Yo o se kang a dira boleo bope, le boferefere bo se kang jwa fitlhelwa mo molomong wa gagwe.” Yo e rileng a kgojwa, a se ka a ba a kgoba; yo e rileng a boga botlhoko, a se ka a bopa; mme a ineela fela mo go yo o atlholang ka tshiamo; yo e leng ene ka esi o belegeng dibe tsa rona mo mmeleng wa gagwe a le mo setlhareng, gore rona, ka re sule ka ga dibe, re tle re tshelele tshiamo; yo e leng ene yo lo fodisiwang ka dingalo tsa gagwe. Gonne lo ne lo timela jaaka dinku; gompieno lo boetse mo go Modisa le Mookami wa mewa ya lona.
”Ka Keresete le ene a bogile botlhoko gangwe fela, ka ntlha ya maleo, a le mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re lere mo Modimong; a bolawa mo nameng, a rudisiwa mo moweng;
”A le one a bolokang lona gompieno, ka fa setshwanong sa ammaaruri, e bong kolobetso, e seng go tlosiwa ga leswe la nama, fa e se potsiso ya segakolodi se se siameng, se botsa ka ga Modimo, ka go tsoga ga Jesu Keresete; yo o ntseng ka fa letsogong le legolo la Modimo, ka a tsenye kwa legodimong; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taolong ya gagwe.
”Ke nna Simone Petere, motlhanka le moaposetole wa ga Jesu Keresete; ke kwalela ba ba bonyeng tumelo e e tlhokegang le e e ntseng jaaka ya rona, mo tshiamong ya Modimo wa rona le Mmoloki Jesu Keresete. Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e lo totafalele mo kitsong ya Modimo le ya ga Jesu Morena wa rona.
”Gonne jalo lo tlaa newa go tsena ka megolokwane e megolo mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Moreboloki, Jesu Keresete.
”Gonne e rile fa re lo itsise nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete, le go tla ga gagwe, ra bo re sa bolele ditlhamane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba re bonyeng borena jwa gagwe ka matlho. Gonne a amogela tlotlo le kgalalelo mo Modimong Rara, jale ka go tla mo go ene lentswe le le ntseng jalo, le tswa kgalalelong e e feteletseng le re: “Yo ke Morwaake yo o rategang yo ke kgatlhegang thata mo go ene.”
”Mme golang mo tshegofatsong le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete. A kgalalelo e nne go ene, jaanong le ka bosakhutleng. Amen.
”Banyana ba me, dilo tse ke a di lo kwalela, gore lo tle lo se ka lwa leofa. Mme fa motho mongwe a leofa re na le Mmueledi kwa go Rara, e bong mosiami Jesu Keresete. Ke ene seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona; e be e se sa tsona rona tsosi fela, mme le gone e le sa tsa lefatshe lotlhe.
”Lo a itse fa a bonatshitswe gore a tlose boleo; mme mo go ene ga go na boleo.
”Re a itse fa Morwa Modimo a tsile, o bile o re neile tlhaloganyo ya gore re itse ene yo o leng boammaaruri, le gore re mo go ene yo o boammaaruri, e bong mo go Morwa one Jesu Keresete. Yo, ke ene Modimo wa ammaaruri, le botshelo jo bo sa khutleng.
”Modimo o o osi, Mmoloki wa rona, a kgalalelo e nne kwa go one, le borena, le puso, le thata, pele ga metlha yotlhe, le jaana, le ka metlha ya bosaengkae, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen.
”Nna Johane, ke kwalela diphuthego tse supa tse di mo lefatsheng la Asia, ka re: Tshegofatso e nne le lona le kagiso tse di tswang kwa go yo o gone, le yo o neng a ntse a le gone, le yo o tlaa tlang; le e e tswang mo Meweng e supa, e e fa pele ga setulo sa bogosi; le mo go Jesu Keresete, yo e leng ene mosupi yo o ikanyegang, wa motsalwapele wa baswi, le molaodi wa dikgosi tsa lefatshe. Ene yo o re ratang, a re golola mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe; a re dira go nna bogosi le go nna baperesiti ba Modimo wa gagwe le Rraagwe; a kgalalelo e nne go ene, le puso ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen. Bonang, o etla a le mo marung; matlho otlhe a tlaa mmona, le ba ba mo tlhabileng; le ditso tsotlhe tsa lefatshe di tlaa mo leba di lela. Fela jalo, Amen.
”“Ke nna ene Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo o o gone, le o o ntseng o le gone, le o o tlang, e bong Mothatayotlhe.
”le bua, le re: “Se o se bonang, o se kwale mo lokwalong, mme o lo tsamaise le diphuthego tse supa; e bong kwa Efeso, le kwa Semurena, le kwa Peregamo, le kwa Thiatira, le kwa Saredise, le kwa Filatelefia, le kwa Laodikea.”
”Mme ka retologa, ka re ke bona lentswe le le mpuisang. Mme ya re ke retologile ka bona ditlhomo tsa gouta di supa tsa dipone; mme mo gare ga ditlhomo ga bo go le mongwe yo o tshwanang le Morwa Motho, a apere kobo e e fitlhang kwa dinaong, a itlamile mo magetleng ka moitlamo wa gouta. Tlhogo ya gagwe ya bo e le tshweu le moriri wa gagwe, jaaka boboa jo bosweu, go le gosweu jaaka kapoko; matlho a gagwe a bo a ntse jaaka kgabo ya molelo; dinao tsa gagwe di ntse jaaka kgotlho e e gotlhilweng, jaaka e kete e ntlafaditswe mo leubeng; lentswe la gagwe ya bo e kete go suma ga metsi a le mantsi. A bo a tshotse dinaledi di supa ka seatla sa gagwe se segolo; mo molomong wa gagwe ga bo go tswa tšhaka e e lootsegileng, e e magale mabedi; sefatlhogo sa gagwe sa nna jaaka letsatsi fa le phatisma ka thata ya lone.
”Ya re ke mmona ka wela fa dinaong tsa gagwe, ke ntse jaaka moswi fela. A mpaya seatla sa gagwe se segolo a re: “O se ka wa boifa; ke nna wa ntlha le wa bofelo, e bile ke nna Motshedi; ke ne ke sule, mme bonang, ke tshedile ka bosakhutleng; ke tshotse dikopololo tsa loso le tsa Bobipo.
”Mme mongwe wa bagolwane a nthaya a re: “Se lele! Bona, Tau, yo o leng wa lotso lwa Juta, Modi wa ga Dafite, o fentse go menolola lokwalo le go kanolola dikano tse supa tsa lone.” Ya re mo gare ga setulo sa bogosi, le fa gare ga ditshedi tse nne, le mo gare ga bagolwane, ka bona Kwana a eme, a ntse jaaka e kete o tlhabilwe, a le dinaka di supa, le matlho a supa, a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e romilweng mo lefatsheng lotlhe.
”Ba opela sefela se seša ba re: “O na le tshwanelo ya go tsaya lokwalo, le go kanolola dikano tsa lone; gonne o ne o bolailwe, mme wa rekela Modimo batho ba ditso tsotlhe, le ba dipuo tsotlhe, le ba batho botlhe, le ba merafe yotlhe ka madi a gago.
”Ka leba, ka utlwa lentswe la baengele ba le bantsi, ba ba mo tikologong ya setulo sa bogosi, le la ditshedi le bagolwane; palo ya bone e ne e le makgolo a makgolo, le makgolo a sedikadike; ba bua ka lentswe le le godileng ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go bona nonofo, le dikhumo le botlhale, le thata, le tlotlo, le kgalalelo, le pako!” Sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong, le se se mo lefatsheng, le se se kwa tlase ga lefatshe, le se se mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, ka di utlwa di re: “Pako, le tlotlo, le kgalalelo le puso, di nne kwa go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana ka bosakhutleng le ka bosaengkae!” Ditshedi tse nne tsa re: “Amen!” Bagolwane ba wela fa fatshe ba obamela Modimo.
”Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla; mme ba thela lošalaba lo logolo ba re: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.” Baengele botlhe ba bo ba eme tikologong ya setulo sa bogosi, le mo tikologong ya bagolwane, le ditshedi tse nne; mme ba wela ka difatlhogo fa pele ga setulo sa bogosi, ba obamela Modimo.
”gonne Kwana yo o fa gare ga setulo sa bogosi, o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”
”Moengele wa bosupa a letsa; ga tloga ga nna mantswe a magolo mo legodimong a re: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”
”Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.
”Ka leba, mme bonang, Kwana a bo a eme mo thabeng ya Sione, a na le batho ba le 144 000, ba ba kwadilweng leina la gagwe, le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.
”Ka leba, mme bonang, leru le lesweu; mo lerung ka bona mongwe a dutse, a tshwana le Morwa Motho, a rwele serwalo sa gouta mo tlhogong, mme a tshotse thipa e e bogale ya mabele ka seatla.
”Tse, di tlaa tlhabana le Kwana, mme Kwana o tlaa di fenya, gonne ke ene Morena wa barena, le Kgosi ya dikgosi; le bone ba o nang nabo, ba tlaa fenya e le ba ba biditsweng, ba itshenketswe, ba boikanngo.”
”Ka bona legodimo le atlhamologile. Bonang, ga bo go le pitse e tshweu, le yo o e pagameng go twe, Boikanngo le Boammaaruri; o a atlhola, o bile o dira ntwa mo tshiamong. Matlho a gagwe ke kgabo ya molelo, mo tlhogong ya gagwe go dirwalo di le dintsi tsa mekgabo; o kwadilwe leina le go seng ope yo o le itseng fa e se ene esi fela. O apere seaparo se se kgatshegileng madi; mme leina la gagwe go twe, Lefoko la Modimo. Dintwa tse di mo legodimong tsa mo sala morago, di pagame dipitse tse ditshweu, ba apere leloba le le boleta, le le lesweu le lentle. Mo ganong la gagwe ga tswa tšhaka e e bogale, gore a kgemethe merafe ka yone; mme o tlaa di busa ka tsamma ya tshipi; o gata segatisetso sa bojalwa sa bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe. Mo seaparong sa gagwe le ka fa seropeng sa gagwe, go kwadilwe leina go twe: KGOSI YA DIKGOSI, LE MORENA WA BARENA.
”Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko.
”Ga go ketla go tlhola go nna phutso gope; setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana se tlaa nna mo go one; le batlhanka ba one ba tlaa o direla.
”“Bonang, ke tloga ke tlaa ka bonako; tuelo ya me ke na nayo, gore ke duele motho mongwe le mongwe ka fa tiro ya gagwe e ntseng ka teng. Ke nna Alefa le Omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo.
”“Nna Jesu ke romile moengele wa me, go tla go lo tlhomamisetsa dilo tse gore e nne tsa diphuthego. Ke nna modi wa ga Dafite, le lotsalo lwa gagwe, naledi e e phatsimang ya moso.”
”Yo o tlhomamisang dilo tse a re: “Ee, ke tloga ke tla ka bonako.” A go nne jalo: Tlaa, Morena Jesu. Tshegofatso ya Morena Jesu a e nne le baitshepi. Amen.
”