14 – Go senya mpa

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Go senya mpa.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Psalms 106:37-38

ee, ba ntsha bomorwaa bone, le bomorwadia bone ditlhabelo tsa badimo. Ba tsholola madi a a se nang molato, e bong madi a bomorwaa bone ba ba ba iseditseng medimo ya disetwa ya Kanana ditlhabelo; lefatshe la leswefadiwa ke madi.

Ezekiel 16:20-22

“Gape o bile o tshotse bomorwao le bomorwadio ba o ba bonyeng le nna, bao o ba bolaetse ditshwantsho tseo go tla ba jewa. A boaka jwa gago e ne e le sengwe se sebotlana, fa e bo ne ne o bolaile bana ba me, wa ba neelela fela, ka o ba ralaleditse ditshwantsho molelo? Mo go tse di makgapha tsotlhe tsa gago, le mo boakeng jotlhe jwa gago, ga o ise o ke o gakologelwe metlha ya borweetsana jwa gago, jale ka o ne o sa ikatega o le loforotlho, o bidikama mo mading a gago.”

Psalms 139:13-14

Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme. Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 96

Genesis 1:27

Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.

Genesis 9:6

“Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho; gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa one.

Exodus 13:2

“Nkgethela bana ba ntlha botlhe, sengwe le sengwe se go itibolwang ka sone mo baneng ba Iseraele, sa motho le sa kgomo; ke sa me.”

Exodus 20:13

“O se ka wa bolaya motho.

Exodus 21:12

“Yo o itayang monna mme aa swa, ruri a bolawe.

Exodus 21:22-23

“E re fa banna ba lwa, ba bo ba utlwisa mosadi mongwe yo o ithweleng botlhoko, a bo a senyegelwa, mme a sa dirafalelwe ke molato ope kwa morago; ruri a lefisiwe ka fa monna wa mosadi yoo o tlaa lopang ka gone, mme a duele ka fa baatlhodi ba atlholang ka gone. E re fa molato o ka sala o mo dirafalela kwa morago, foo o beye botshelo mo boemong jwa botshelo.

Exodus 23:6-7

“O se ka wa sokamisa tshiamiso ya mohumanegi wa gago mo go se se ganelwang sa gagwe. O ipeye kgakala le selo sa kako; o se ka wa bolaya yo o se nang molato le yo o siameng, gonne ga nketla ke siamisa moikepi.

Leviticus 17:11

Gonne botshelo jwa nama ke madi; ke a lo neile mo sebesong go direla mewa ya lona tetlanyo, gonne madi ke one a a dirang tetlanyo ka ntlha ya botshelo.

Leviticus 18:21

O se ka wa ntsha ope wa losika lwa gago go ya go mo ralaletsa Moleke molelo; le gone o se ka wa tlhapatsa leina la Modimo wa gago; ke nna Jehofa.

Leviticus 20:1-5

Jehofa a bua le Moše, a re: “Gape o reye bana ba Iseraele o re: Le fa e le mang wa bana ba Iseraele, kgotsa wa baeng ba ba jakileng mo Iseraele, yo o nayang Moleke mongwe wa losika lwa gagwe; a a bolawe ruri, batho ba lefatshe ba mo kgobotletse ka maje. Le nna ke tlaa bifela motho yoo, ke tlaa mo kgaola mo bathong ba ga gabo; gonne o neile Moleke mongwe wa losika lwa gagwe go itshekolola felo ga me ga boitshepo, le go tlhapatsa leina la me le le boitshepo. Fa batho ba lefatshe ba ipipela motho yo o ntseng jalo matlho, a sena go naya Moleke mongwe wa losika lwa gagwe, mme ba sa mmolaye, foo ke tlaa bifela motho yo o ntseng jalo le ba ntlo ya gagwe, le botlhe ba ba mo akafalelang, ba ya go dira boaka le Moleke; ke tlaa ba kgaola mo bathong ba ga bone.

Leviticus 24:17

“Le yo itayang motho a swa, a a swe ruri.

Numbers 35:30-31

Le fa e le mang yo o bolayang motho, mmolai o tlaa bolawa ka molomo wa basupi; motho a se ka a swa ka tshupo ya mosupi a le mongwe fela. Gape, lo se ka lwa amogela thekololo ka ga botshelo jwa mmolai wa motho yo o molato wa go swa, ruri a a bolawe.

Numbers 35:33

Jalo lo bo lo se ketla lo itshepolola lefatshe le lo nnang mo go lone; gonne madi a leswafatsa lefatshe; ga go na tefo e e ka direlwang lefatshe ya madi a a tshololetsweng mo go lone, fa e se madi a gagwe yo o a tsholotseng.

Deuteronomy 5:17

“O se ka wa bolaya motho.

Deuteronomy 12:31

O se ka wa direla Jehofa Modimo wa gago jalo; gonne sengwe le sengwe se se makgapha mo go Jehofa, se o se ilang, ba bo ba se diretse medimo ya bone; gonne le ba e leng bana ba bone ba basimane le ba basetsana ba tle ba ba fisetse medimo ya bone mo molelong.

Deuteronomy 18:10

Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo, le fa e le mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng, le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang,

Deuteronomy 27:25-26

‘Go hutsege yo o amogelang tuelo go tla a bolaya motho yo o se nang molato.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’ ‘Go hutsege yo o sa tlhomamiseng mafoko a molao go a dira.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’ ”

Deuteronomy 30:19

Ke lo biletsa legodimo le lefatshe gompieno go supa ka ga lona, fa ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le losika lwa gago;

2 Kings 16:3

Mme a sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, ee, a ba a ralatsa morwawe molelo ka fa mekgweng e e makgapha ya baditšhaba, ba Jehofa o kileng a ba kgorometsa fa pele ga bone Baiseraele.

2 Kings 17:17

Bomorwa bone, le bomorwadia bone ba ba ralatsa molelo, ba dira ka boitsejwanape le ka mereo, ba ithekisetsa go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng.

2 Kings 17:31

Baafa ba dira Nibefatse le Taratake, mme Basefarefa ba fisa bana ba bone mo molelong, ba ba fisetsa Atarameleke le Anameleke medimo ya Sefarefaime.

2 Kings 21:6

A ralatsa morwawe molelo, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira le bone ba ba buang le badimo, le ba ba loang; a dira bosula bo le bogolo mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng.

2 Chronicles 28:3

Gape a fisetsa maswalo mo mogogorong wa morwa Hinome, a fisa bana ba gagwe mo molelong jaaka mekgwa e e makgapha ya merafe e Jehofa o ne a e kgoromeletsa ntle fa pele ga bana ba Iseraele.

2 Chronicles 33:6

Le gone a ralatsa bana ba gagwe molelo mo mogogorong wa morwa Hinome, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira ka boloi, a bua le bone ba ba buang le badimo, le ba e leng baitseanape. A dira bosula bo le botona mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheleletsa bogaleng.

Job 10:8-11

Diatla tsa gago di mpopagantse, tsa ntshwatshwaela fela gotlhe; le fa go ntse jalo o a ntshenya. Ke a go rapela, a ko o nkgakologelwe go re o mpopile jaaka letsopa; mme a o tlaa ba o mpusetsa mo loroleng? A ga o a nthela jaaka maši, wa nthemisa jaaka madila a a loileng. O nkapesitse letlalo le nama, o ntshwaragantse ka marapo le mesifa.

Job 29:12

gonne ke ne ke pholosa mohumanegi yo o goelelang, le lesiela le le se nang ope yo o le thusang.

Job 31:15

Yo o ntirileng mo sebopelong a ga a a mo dira le ene? A ga re a bopiwa roo babedi ke a le mongwe fela mo sebopelong?

Psalms 10:17-18

Jehofa, o utlwile keletso ya baikokobetsi; o tlaa baakanya pelo tsa bone, o tlaa tlhwaa tsebe ya gago go utlwa; go tla o atlhola masiela le bapatikwi, gore motho yo e leng wa lefatshe fela a se ka a tlhola a boitshega gope.

Psalms 22:9-10

Mme wena, o ene yo o nntshitseng mo sebopelong; wa ntira gore ke ikanye jale ka ke le mo mabeleng a ga mme. Ke sa le ke latlhelwa mo go wena ke tswa mo sebopelong; ke sa le ke tswa mo mpeng ya ga mme o ntse o le Modimo wa me.

Psalms 59:2-4

Nkgolola mo badiring ba boikepo, o bo o mpoloke mo bathong ba ba ratang go tsholola madi. Gonne bona, ba laletse mowa wa me; ba ba thatathata ba a mphuthegela, e seng ka ntlha ya tlolo ya me, le fa e le ka ntlha ya boleo jwa me, Jehofa. Ba tle ba siane, ba iketleetse kwa ntle ga molato wa me; tsogela go nthusa, mme o bone.

Psalms 68:5

Modimo ke rramasiela, le moatlholedi wa basadi ba batlholagadi mo boagong jwa one jo bo boitshepo.

Psalms 71:6

O sa le o nkokotletsa ke sa tswa sebopelong; ke wena yo o nntshitseng mo maleng a ga mme; pako ya me e tlaa nna ka ga gago ka gale.

Psalms 82:3-5

Atlholelang bahumanegi le masiela; direlang ba ba patikwang le batlhoki tshiamo. Falodisang bahumanegi le batlhoki; ba gololeng mo seatleng sa baikepi. Ga ba itse, le gone ga ba tlhaloganye; ba kgarakgatshega mo lefifing; metheo yotlhe ya lefatshe e a tshikinyega.

Psalms 94:6-8

Ba tle ba bolaye mosadi wa motlholagadi le moeng ba swe, ba matle masiela. Mme ba re: “Jehofa ga a ketla a bona, le gone Modimo wa ga Jakobe ga o ketla o tlhokomela.” Tlhokomelang, lona ba lo leng dieleele mo bathong; le lona masilo lo tlaa tlhalefa leng?

Psalms 94:20-23

A bonno jwa tshiamololo bo tlaa amogana nao, e le se se baakanyang bosenyi ka molao? Ba iphuthela mowa wa mosiami, ba ba ba sekisa batho ba ba se nang molato. Jehofa e ntse e le ene kago ya me e e godileng ya phemelo; le Modimo wa me e ntse ke one lefika la botshabelo jwa me. Mme o ba lereditse boikepo jwa bone tota, o tlaa ba kgaola ba le mo bosuleng jwa bone tota; Jehofa, Modimo wa rona o tlaa ba kgaola.

Psalms 106:37-40

ee, ba ntsha bomorwaa bone, le bomorwadia bone ditlhabelo tsa badimo. Ba tsholola madi a a se nang molato, e bong madi a bomorwaa bone ba ba ba iseditseng medimo ya disetwa ya Kanana ditlhabelo; lefatshe la leswefadiwa ke madi. Jalo ba tsenngwa leswe ke ditiro tsa bone, ba akafala mo madirong a bone. Ke gone ka moo tšhakgalo ya ga Jehofa ya tukela batho ba gagwe, a fedisiwa pelo ke boswa jwa gagwe.

Psalms 119:73-74

Diatla tsa gago di ntirile tsa ba tsa mpopa; nnaya tlhaloganyo, gore ke ithute ditaolo tsa gago. Ba ba go boifang ba tlaa mpona, ba itumela; gonne ke solofetse mo lefokong la gago.

Psalms 127:3

Bona, bana ke boswa jwa Jehofa; le loungo lwa sebopelo ke tuelo ya gagwe.

Psalms 139:13-16

Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme. Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle. Popego ya me ga e a ka ya go fitlhegela jale ka ke dirwa mo bosaitsiweng, ka ke bopiwa ka maatlametlo kwa tlasetlase ga lefatshe. Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me, tse di neng di ntse di bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le mororo go ise go nne epe ya tsone.

Psalms 147:13

Gonne o thatafaditse mephakalego ya ditswalo tsa gago; o segofaditse bana ba gago mo teng ga gago.

Proverbs 1:11-12

Fa ba re: “A re tsamaye mmogo re ye go lalela go tsholola madi, a re bobele ba ba se nang molato ka bomo; a re ba kometse jaaka Bobipo ba sa ntse ba utlwa, ba le boleka jaaka ba ba fologelang mo moleteng;

Proverbs 6:15-17

Ke gone ka moo tatlhego ya gagwe e tlaa tlang ka tshoganetso; o tlaa tshoga ka a thubilwe fela, mme e tlaa bo e le mo go se nang kalafo. Go na le dilo di le thataro tse Jehofa o di ilang; ee, di supa tse di mo fedisang pelo, ke tse: Matlho a a kadileng, loleme lo lo akang, le diatla tse di tshololang madi a motho a a se nang molato;

Proverbs 24:11-12

Golola bone ba ba isiwang kwa losong; le ba ba roromisiwang ke go ya go bolawa, o bo o gane ka bone. Fa o re: “Bona, re ne re sa itse se;” a ke go re ene yo o lekanyang dipelo makete, a ga a se akanye? Le yo o bolokang mowa wa gago, a ga a se itse? A ga a ketla a naya motho mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe?

Proverbs 28:17

Motho yo o rweleng lekokoma la madi a motho o tlaa tshabela kwa lemeneng; a go se nne motho ope yo o mo kganelang.

Ecclesiastes 11:5

E re ka o sa itse tsela ya phefo, le fa e le ka fa marapo a golang ka gone mo sebopelong sa yo o moimana; fela jalo ga o itse ditiro tsa Modimo o o dirang gotlhe fela.

Isaiah 1:15-18

“E tlaa re lo huporolola diatla tsa lona ke tlaa lo ipipela matlho; ee, e tlaa re lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke utlwa; diatla tsa lona di tladikilwe madi thata. Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula. Ithuteng go dira sentle; batlang katlholo, siamisetsang bapatikwi, atlholelang masiela, sekelang mosadi wa motlholagadi. “Ntlong jaana, a re ganetsanyeng mmogo.” go bua Jehofa: “Le fa dibe tsa lona di hubitse bohibidu jo bo letlhololo, di tlaa nna ditshweu jaaka kapoko; le fa di le bohibidu jo bo mokgona, di tlaa nna jaaka bobowa jwa nku.

Isaiah 5:20

Ija! A bo go latlhega ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba beye lefifi boemong jwa lesedi, le lesedi boemong jwa lefifi; ba beye bokgeme boemong jwa botshe, le botshe boemong jwa bokgeme!

Isaiah 26:21

Gonne, bonang, Jehofa o tswa mo felong ga gagwe, a tswela go beletsa banni ba lefatshe boikepo jwa bone; lefatshe le lone le tlaa senola madi a lone, mme ga le ketla le tlhola le bipa babolaiwa ba lone.

Isaiah 44:2

go bua jaana, Jehofa yo o go dirileng, a go bopa o sa le mo sebopelong, yo o tlaa go thusang, a re: Se boife wena Jakobe, motlhanka wa me; le wena Ješurune yo ke go itshenketseng.

Isaiah 44:24

Go bua jaana Jehofa, Morekolodi wa gago, e bile ke ene yo o sa leng a go bopa mo sebopelong: “Ke nna Jehofa yo ke dirang dilo tsotlhe, yo ke phuthololang magodimo ke le nosi; yo ke ritibatsang lefatshe ke le nosi; yo ke nang nae ya bo e le mang?

Isaiah 46:3

“O tle o ntheetse wena ntlo ya ga Jakobe, le manoto otlhe a ntlo ya Iseraele, a e sa leng jaaka a tswa mo mpeng a ntse a belegwe ke nna, a a ntseng a rwalwa e sa le ka a tswa mo sebopelong.

Isaiah 49:1

Ntheetsang, lona ditlhake; lo reetse, lona ditšhaba lo le kgakala; Jehofa o mpiditse ke sa le ke tswa sebopelong; ke sa le ke tswa mo maleng a ga mme o ntse a umaka leina la me.

Isaiah 49:5

Jaana, go bua Jehofa, yo o mpopetseng go nna motlhanka wa gagwe ke sa le ke tswa sebopelong, go tlaa ke busetsa Jakobe kwa go ene, le gore Iseraele a phuthelwe kwa go ene; (gonne aitse nna, ke tlotlego mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa me o diregile thata ya me).

Isaiah 49:15-16

“A mosadi o ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang, gore a tle a se ka a tlhomogela ngwana wa sebopelo sa gagwe pelo? Ee, bao ba ka tla ba lebala, mme wena, le fa go ntse jalo ga nketla ke go lebala. Bona ke go setile ka fa teng ga diatla tsa me; dithako tsa gago di ntse fa pele ga me ka gale le ka gale.

Isaiah 66:9

A ke tlaa kukuntsha, mme ke se ka ka belegisa?” Go bua Jehofa: “Nna yo ke belegisang, a ke tlaa tswala sebopelo?” Go bua Modimo wa gago.

Jeremiah 1:4-5

Jaana lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re: “E rile ke ise ke go bopele mo sebopelong ka bo ke go itse, le o ise o tswe mo sebopelong ka bo ke go itshepisitse; ke go laoletse go nna moperofeti mo merafeng.”

Jeremiah 2:34-35

Le mo dikojeng tsa diaparo tsa gago go fitlhelwa madi a bahumanegi ba ba se nang molato; ga o a ba tshwara mo felong fa go phuntsweng ntlo teng, fa e se mo mafelong a otlhe fela. Le fa go ntse jalo, o rile: ‘Ga ke na molato; ruri bogale jwa gagwe boa bo bo boile mo go nna.’ Bona, ke tlaa seka nao, ka o re: ‘Ga ke a leofa.’

Jeremiah 7:31

Ba bile ba agile mafelo a a tlotlometseng a Tofethe, yo o mo mogogorong wa morwa Hinome, go tla ba fisa bana ba bone ba basimane le ba basetsana mo molelong; e le mo ke sa go laolang, le gone go se ka ga tla ga tsoga mo pelong ya me.

Jeremiah 19:4-7

Gonne ba ntatlhile, ba dirile golo fa golo go sele fela, ba fiseditse medimo e sele maswalo teng, e ba ne ba sa e itse, bone le fa e le borraabo, le fa e le dikgosi tsa Juta; ba tladitse madi a ba ba se nang molato mo felong fa; ba agile mafelo a a tlotlometseng a ga Baale, go tla ba fisa bana ba bone mo molelong, gore e nne ditshupelo tse di fisediwang Baale; e le se ke se kang ka se laola, le fa e le go se bua, le gone ga se a ka sa tsena mo mogopolong wa me. Ke gone bonang, metlha e etla, go bua Jehofa, ya go re felo fa ga go ketla go tlhola go bidiwa Tofethe, le fa e le Mogogoro wa morwa Hinome, fa e se Mogogoro wa Palaelo fela. “ ‘Ke tlaa dira kgakololo ya Juta le ya Jerusalema lefela fela mo felong fa; ke tlaa ba usa ka tšhaka fa pele ga baba ba bone, le ka seatla sa ba ba senkang go ba bolaya; mme ditoto tsa bone ke tlaa di naya dinonyane tsa loapi le dibatana tsa lefatshe, go nna dijo.

Jeremiah 20:17

ka a se ka a mpolaya ke sa le mo sebopelong; jalo mme e ka bo e ne e le ene phupu ya me, le sebopelo sa gagwe se ka bo se ntse se le seimana ka gale le ka gale.

Jeremiah 22:17

Matlho a gago ga a ope, le pelo ya gago ga e gope, fa e se mo papading e e sa siamang, le mo go tshololeng madi a a se nang molato, le mo patikong, le mo go thubakeng, go go dira.

Jeremiah 31:15

Jehofa o bua jaana, a re: “Go utlwala lentswe mo Rama, khutsafalo, le selelo se sebe, Ragele o lelela bana ba gagwe; o gana go gomodiwa ka ga bana ba gagwe, ka ba seyo.”

Jeremiah 32:35

Ba agile mafelo a a tlotlometseng a ga Baale, a a mo mogogorong wa morwa Hinome, go tla ba ralaletsa Moleke bana ba bone mo molelong, ba basimane le ba basetsana; e le mo ke sa go ba laolelang, le gone go se ka ga tsena mo mogopolong wa me, go re ba ka dira se se makgapha se; go tla ba leofisa Bajuta.”

Ezekiel 16:20-23

“Gape o bile o tshotse bomorwao le bomorwadio ba o ba bonyeng le nna, bao o ba bolaetse ditshwantsho tseo go tla ba jewa. A boaka jwa gago e ne e le sengwe se sebotlana, fa e bo ne ne o bolaile bana ba me, wa ba neelela fela, ka o ba ralaleditse ditshwantsho molelo? Mo go tse di makgapha tsotlhe tsa gago, le mo boakeng jotlhe jwa gago, ga o ise o ke o gakologelwe metlha ya borweetsana jwa gago, jale ka o ne o sa ikatega o le loforotlho, o bidikama mo mading a gago.” “Go diretse morago ga boikepo jotlhe jwa gago, (a bo o latlhegile, o latlhegile! Go bua Morena Modimo.)

Ezekiel 16:36-38

“Morena Modimo o bua jaana a re: Ka ntlha ya go bo bomaswe jwa gago bo tshologile, le bosaikategang jwa gago bo senotswe ka boaka jwa gago le dinyatsi tsa gago; le ka ntlha ya medimo ya disetwa ya tsotlhe tsa gago tse di makgapha, le ka ntlha ya madi a bana ba gago ba o di ba neileng; ke gone bona, ke tlaa phutha dinyatsi tsotlhe tsa gago, tse o jeleng monate natso, le botlhe ba o ba ratileng, ba na le botlhe ba o ba idileng; ke tlaa ba go phuthela fela ka ntlha tsotlhe, mme ke tlaa ba senolela bosaikategang jwa gago, gore ba tle ba bone bosaikategang jotlhe jwa gago. Ke tlaa go sekisa jaaka go tle go sikisiwe basadi ba ba senyang nyalo le ba ba tshololang madi; ke tlaa lere mo go wena madi a tšararego le lefufa.

Ezekiel 18:4

Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.

Ezekiel 20:31

E a re fa lo isa dineo tsa lona, e a re fa lo ralatsa bana ba lona molelo, a lo sa ntse lo itshekolola ka medimo yotlhe ya lona ya disetwa le gompieno? Mme a ke ka bodiwa ke lona, lona ba ntlo ya Iseraele? Jaaka ke tshedile, go bua Morena Modimo, ke gana go bodiwa ke lona.

Ezekiel 23:37-39

Gonne ba dirile boaka, go bile go na le madi mo diatleng tsa bone, gape ba dirile boaka le medimo ya bone ya disetwa; mme le bana ba bone, ba ba ba bonyeng le nna, ba ba ralaleditse molelo gore ba bolawe. Gape ba ntiretse selo se; ba itshekolotse felo ga me ga boitshepo, ka tsatsi le le lengwe fela, ba bile ba tlhapaditse bosabata ba me. Gonne e rile ba sena go bolaela medimo ya bone ya disetwa bana ba bone, foo ba tla ka tsatsi leo fela mo felong ga me ga boitshepo, ba tla go go tlhapatsa; mme bonang, ba dirile jalo mo gare ga ntlo ya me.

Amos 1:13

Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa bana ba Amone, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba ropositse basadi ba ba baimana ba Gileate, gore ba tle ba katose molelwane wa bone.

Matthew 2:16

Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one.

Matthew 5:21

“Lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya motho; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla bo a na le go sekisiwa;’

Matthew 10:28

Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng.

Matthew 18:5

Mme le fa e le mang yo o tsholang ngwanyana mongwe yo o ntseng jalo, ka leina la me, o tshola nna.

Matthew 18:8-11

“Fa seatla sa gago, kgotsa lonao lwa gago di go kgopisa, o di kgaole o di latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole kgotsa setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng o le diatla tsoo pedi kgotsa dinao tsoo pedi. Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo o le matlho oo mabedi. “Lo bone, gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke a lo raya ka re, kwa legodimong baengele ba bone ba lebile ka metlha yotlhe sefatlhogo sa ga Rre yo o kwa legodimong. (Gonne Morwa Motho o tsile go boloka se se latlhegileng.)

Matthew 18:14

Fela jalo ga se go rata ga Rraeno yo o kwa legodimong, gore mongwe wa ba babotlana ba, a nyelele.

Matthew 19:14

Mme Jesu a re: “Lesang banyana, se ba itseng go tla kwa go nna, gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jaolo.”

Mark 7:21

Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao,

Mark 10:19

Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, o se ka wa tsietsa, tlotla rraago le mmaago.’ ”

Luke 1:15

Gonne o tlaa nna mogolo mo ponong ya Morena; ga a ketla a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng; mme o tlaa tlala Mowa o o Boitshepo le a sa tswa sebopelong sa ga mmaagwe.

Luke 1:41-44

Ga dirala ya re Elisabethe a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe; Elisabethe a tlala Mowa o o Boitshepo; mme a bua ka lentswe le legolo a re: “O sego mo basading, go bile go sego loungo lwa sebopelo sa gago. Mme mo, go ntswela kae, fa e bo jaana mma Morena wa me a ka tla mo go nna jaana? Gonne bona, e re lentswe la tumediso ya gago le tsena fela mo ditsebeng tsa me, ngwana a bo a tlola ka boitumelo mo sebopelong sa me.

Luke 2:23

jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena ga twe: “Mosimane mongwe le mongwe wa ntlha o tlaa bidiwa boitshepelo Morena;”

Luke 18:20

Ditaolo o a di itse, di a re: “ ‘O se ka wa dira boaka, o se ka wa bolaya motho, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, tlotla rraago le mmaago.’ ”

John 8:43-45

Ana ga lo tlhaloganyetseng puo ya me? Ke ka gobo lo sa ka ke lwa utlwa lefoko la me. Lo ba ga rraeno diabolo, le dithato tsa ga rraeno ke tsone tse lo ratang go di dira. Ene o sa le a nna mmolai le mo tshimologong, mme a se ka a ema mo boammaaruring, ka go ne go se na boammaaruri mo go ene. E re fa a bua maaka, o bua mo e leng ga gagwe, gonne ke moaki, le rra one maaka. Ga lo ntumele ka gobo ke bolela boammaaruri.

John 16:21

Mosadi o na le bohutsana a le mo go belegeng, ka gobo lobaka lwa gagwe lo tsile; mme e a re a sena go belega ngwana, o a ba a sa tlhole a gakologelwa botlhoko, ka boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng.

Romans 1:28-32

Fela jaaka ba ganne ba re, a Modimo o se nne mo kitsong ya bone, Modimo o ba lesitse ba ineela pelo e e manyelo fela, ba dira dilo tse di sa tshwanelang: Ba tlala tshiamololo yotlhe, le boikepo, le boiphetlho, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshetlha, le polao, le kgang, le tsietso, le pateletso. Ke balomatsebe, le basebi, le baila Modimo, le baikgantshi, le batlhoka mafoko, le babelafadi, le basimolodi ba dilo tse di bosula, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone. E le ba ba se nang tlhaloganyo, le batlodi ba dikgolagano, e le ba ba se nang lorato lo e leng lwa batho, e le ba ba se nang boutlwelobotlhoko. Ba, le fa ba itse molao wa Modimo o o reng, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanetse go swa, ba bo ba ntse ba di dira fela, le gone ba dumalane le ba ba di dirang.

Romans 13:8-10

Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao. Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.” Lorato ga lo direle oo rra motho bosula; mme ke gone lorato ke tirafatso ya molao.

1 Corinthians 6:19

Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona;

Galatians 1:15-16

E rile ka go kgatlha Modimo, o o sa leng o ntomolola le mo sebopelong sa ga mme, wa ba wa mpitsa ka tshegofatso ya one. Ka re, ga kgatlha one go senola Morwa one mo go nna, gore ke tle ke mo rere mo go Baditšhaba; fela foo ga ke a ka ka gakololana le nama le madi;

1 Thessalonians 2:7

Re ne re le bonolo mo gare ga lona, jaaka fa moamusi a ngomaela bana ba e leng ba gagwe;

Titus 2:4

gore ba rute basadi ba meroba go rata banna ba bone, le go rata bana ba bone.

James 2:26

Gonne jaaka mmele fa o se na mowa, o sule; go ntse fela jalo, tumelo fa e tlhalanye le ditiro e sule.

1 John 3:1

Bonang ka fa lorato lo ntseng ka teng lo Rara o re ratileng ka lone, fa e bo ne ne fano re bidiwa bana ba Modimo; mme re ntse fela jalo. Lefatshe ga le re itse, ka ntlha ya gobo le ene ga le a ka la mo itse.

1 John 3:12

Re se ka ra nna jaaka Kaine a nna wa yo o bosula, a bolaya monnawe. Mme o mmolaetseng? E ne e le ka gobo ditiro tsa gagwe di le bosula, mme tsa ga monnawe di siame.

1 John 3:15

Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.

Revelation 6:10

Mme ba goa ka lentswe le legolo ba re: “Mong wa rona wee, yo o boitshepo le boammaaruri! Lobaka lo tlaa nna boleele bokae o sa atlhole, wa lefetsa madi a rona mo go ba ba agileng mo lefatsheng?”

Revelation 21:8

Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net