15 – Bojalwa
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Bojalwa.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Bojalwa.
Jaana ditiro tsa nama di a bonala, tse e leng boaka le bomaswe, le bopepe, le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo; ke lo tlhagisa ka ga tsone, fela jaaka nkile ka lo tlhagisa, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.
”Kubugang, matagwa ke lona, lo lele; bokolelang lona lotlhe banwi ba bojalwa jwa mofine, ka ntlha ya bojalwa jo bo monate; gonne bo kgaotswe mo ganong la lona.
”Mme gompieno ke lo kwalela gore e tle e re fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le moakafadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re yo o ntseng jalo, nnyaa, lo se ka lwa tlwaelana nae le fa e le go ja nae.
”Noa a simolola go nna molemi wa mbu, mme a tlhoma tshimo ya mofine. A nwa bojalwa jwa mofine, a tagwa, a bo a sa ikatega a le mo mogopeng wa gagwe. Hame, rra Kanana, a bona bosaikategang jwa ga rraagwe, a bolelela bomorwa rraagwe ba babedi kwa ntle.
”“O se ka wa nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, wena le bomorwao nao, fa lo tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, gore lo se ka lwa swa; e nne molao ka bosakhutleng go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona; le gore lo farologanye dilo tse di itshepileng, le tse e leng dilo fela, tse di itshekologileng, le tse di itshekileng;
”A a ikgaoganye le bojalwa jwa mofine, le bojalwa jo bo loileng; a se ka a nwa botšarara jwa bojalwa jwa mofine, kgotsa botšarara jwa bojalwa jo bo loileng, le gone a se ka a nwa metsi ape a loungo lwa mofine, le gone a se ka a ja loungo lwa mofine lo loša, kgotsa lo lo swabitsitsweng.
”ba reye bagolwane ba motse wa ga gabo, ba re: ‘Ngwana yo wa rona o logwadi, o a tsuolola, o gana go utlwa lentswe la rona; ke motho wa ditlhapelo mo go tsheleng ga gagwe, e bile letagwa.’
”Gonne mofine wa bone ke wa mofine wa Sotoma, wa matlhagare a Gomora; loungo lwa bone lwa mofine ke loungo lo lo mogau, le masitlha a bone ke a a galakang. Bojalwa jwa bone jwa mofine ke botlhoko jwa dikgogela, ke botlhoko jo bo bolalome jwa dišaušawane.
”Ke gone jaana, ke a go rapela o itise, o se ka wa nwa bojalwa bope jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, le gone o se ka wa ja sepe se se itshekologileng,
”O supeditse batho ba gago dilo tse di thata; o re nositse bojalwa jwa mofine jwa go theekedisa.
”Gonne mo seatleng sa ga Jehofa go na le phafana, mme bojalwa jwa mofine bo a huhula; e tletse mo go tlhakantsweng; mme o tshela ga yone eo; ruri magorogoro a yone baikepi botlhe ba lefatshe ba tlaa a gopisa ba a nwa.
”Gonne ba ja senkgwe sa boikepo, ba nwa bojalwa jwa mofine jwa thubakanyo.
”Bojalwa jwa mofine ke mosotli, bojalwa jo bo loileng ke phokelelo; le fa e le mang yo o timelang ka jone ga a botlhale.
”Yo o ratang letlhapelo o tlaa nna mohumanegi, yo o ratang bojalwa jwa mofine le lookwane ga a ketla a huma.
”Se nne mo banwing ba bojalwa jwa mofine, le mo go ba ba bogagaru mo go jeng nama. Gonne motagwi le yo o tlabuelang dijo ba tlaa humanega, le kotselo e tlaa apesa motho dikatana.
”E mang yo o nang le khutsego? E mang yo o nang le bohutsana? E mang yo o nang le dikgang? E mang yo o nang le ngongorego? E mang yo o nang le dintho tsa lefela? E mang yo o nang le bohidibu jwa matlho? Ke ba ba diegang bobe mo bojalweng jwa mofine; ke ba ba lebalebang bojalwa jo bo tlhakantsweng. O se ka wa leba bojalwa jwa mofine fa bo hubila, fa bo tsenya phafana mmala wa jone, fa bo tsekeela sentle. Kwa bofelong bo tle bo lome jaaka noga, bo lome jaaka šaušawane. Matlho a gago a tlaa bona dilo di sela fela, le pelo ya gago e tlaa bua dilo tse di lesoko. Ee, o tlaa nna jaaka yo o robalang mo gare ga lewatle, kgotsa yaaka yo o robalang mo godimo ga pinagare ya mokoro. O tlaa re: “Ba ntiteile, mme ga ke a ka ka utlwa botlhoko; ba mpeditse, mme ga ke a ka ka go utlwa; ke tlaa kubuga leng? Ke tlaa ba ke bo batla gape.”
”Ga go a tshwanela dikgosi, Lemuele, ga go a tshwanela dikgosi go nwa bojalwa jwa mofine; ga go a tshwanela dikgosana, go re: “Bojalwa jwa mofine jo bo loileng bo kae?” Gonne ba ka tla ba nwa, mme ba lebala molao, ba sokamisa tshiamiso ya bangwe ba ba pitlagantsweng. Naya ene yo o gaufi le go swa bojalwa jo bo loileng, le bojalwa jwa mofine o bo neye ene yo o mowa o galakegang; a a nwe, mme a lebale khumanego ya gagwe, mme a a se tlhole a gakologelwa matladika a gagwe.
”O sego wena lefatshe, motlhang kgosi ya gago e leng ngwana wa batho ba batona, le dikgosana tsa gago fa di ja ka motlha o o siameng, gore ba nne thata, e seng gore ba tagwe.
”Ija, a bo go latlhega ba ba phakelelang go latela bojalwa jo bo loileng, ba tsenelwa ke bosigo thata go tsamaya bo bo bo ba gotetse! Mme diletso tsa harepe le setinkane, moropana le lohare di na le bojalwa, di mo meletlong ya bone; mme ba bo ba sa tlhokomele tiro ya ga Jehofa, le gone ga ba a gopola go dira ga diatla tsa gagwe.
”Ija! A bo go latlhega ba ba gangkafalang mo go nweng bojalwa jwa mofine, le bana ba nonofo ya go tlhakanya majalwa a a loileng!
”Jehofa o tlhakantse mowa wa logwadi mo gare ga gagwe; ba timeditse Egepeto mo ditirong tsotlhe tsa gagwe, jaaka motho yo o tagilweng a tle a thekeele mo go tlhatseng ga gagwe.
”Ga ba ketla ba nwa bojalwa jwa mofine ka kopelo; senoo se se bogale se tlaa nna bokgengwe mo go ba ba se nwang. Motse o o mapetepete o thubagantswe; ntlo nngawe le nngwe e paketswe, gore motho ope a se ka a tsena. Go selelo mo mebileng ka ntlha ya bojalwa jwa mofine; boitumelo jotlhe bo fifetse, letleputlepu la lefatshe le ile. Mo motseng go setse tshwafalo fela; kgoro e itaakilwe ka tshenyo.
”Lefatshe le tlaa theekela jaaka motho yo o tagilweng, mme le tlaa ibilega jaaka mogope; tlolo ya lone e tlaa nna boima mo go lone, mme le tlaa wa, le se ke le ba le tsoga.
”Ija! A bo go latlhega serwalo sa tlhogo sa boikgodiso jwa matagwa a Eferaime, le sethunya se se swabang sa bontle jo bo galalelang se se fa tlhogong ya mokgatšha o o nonneng, wa ba ba topetilweng ke bojalwa jwa mofine.
”Serwalo sa tlhogo sa boikgodiso sa matagwa a Eferaime se tlaa gatakwa ka dinao;
”Ba le bone ba theeketse ka bojalwa jwa mofine, ba timetse ka senoo se se loileng; moperesiti le ene moperofeti, ba theekela ka senoo se se loileng ba kodumeditswe ke bojalwa jwa mofine; ba timetse ka senoo se se loileng, ba marara mo go boneng, ba kwakwaetsa mo katlholong. Gonne dimati tsa bojelo tsotlhe di tletse matlhatsa le matladika, ga go na gope fa go ntle.
”Emaemang lo gakgamale; lo nne lo ineele kgatlhego lo budulale; ba tagilwe, mme e seng ka bojalwa jwa mofine; baa theekela, mme e seng ka senoo se se loileng.
”Ba re: “Ntlong, ke tlaa ya go lere bojalwa jwa mofine, mme re tlaa ikgorisa ka seno se se loileng; mme ka moso go tlaa nna jaaka gompieno, letsatsi le legolo go fetelela.”
”“Ke gone o bue nabo lefoko le, o re: ‘Go bua jaana Jehofa, Modimo wa Iseraele, a re: Nkgwana nngwe le nngwe e tlaa thelwa bojalwa e tlala;’ mme ba tlaa go raya ba re: ‘A ga re itse fa nkgwana nngwe le nngwe e tlaa thelwa bojalwa e tlala?’ Foo o tlaa ba raya o re: ‘Go bua jaana Jehofa, a re: Bonang, ke tlaa thela banni botlhe ba lefatshe le, e bong dikgosi tse di dutseng mo setulong sa bogosi sa ga Dafite, le baperesiti, le baperofeti, le banni botlhe ba Jerusalema, ke tlaa ba tlatsa botagwa. Ke tlaa ba phatlakanya mongwe mo go yo mongwe, e bong borra batho le bana ba bone ba basimane mmogo, go bua Jehofa; ga nketla ke tlhomoga pelo, le fa e le go rekegela, le fa e le go ba utlwela botlhoko gore ke se ka ka ba senya.’ ”
”Ka ga baperofeti. Pelo ya me mo teng ga me e phatlogile, marapo a me otlhe a a phamphanyega, ke ntse jaaka motho yo o tagilweng, le jaaka yo bojalwa jwa mofine bo mo fentseng; ka ntlha ya ga Jehofa, le ka ntlha ya mafoko a gagwe a a boitshepo.
”Gonne Jehofa Modimo wa Iseraele, o nthaya jaana, a re: “Tsaya senwelo sa bojalwa jwa tšararego e mo atleng sa me, o bo nose merafe yotlhe e ke go romang kwa go yone. Mme ba tlaa nwa, ba tlaa theekela, ba tsenwa, ka ntlha ya tšhaka e ke tlaa e tsenyang mo go bone.”
”“O di reye, o re: ‘Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a re: Nwang lo tagwe, lo tlhatse, lo we, mme lo se ka lwa tlhola lo tsoga, ka ntlha ya tšhaka e ke tlaa e tsenyang mo go lona.’
”Ka baya dinkgwana tsa bojalwa jwa mofine le dinwelo fa pele ga bomorwa ntlo ya Barekabe, ka ba raya ka re: “Nwang bojalwa jwa mofine.” Ba re: “Ga re nwe bojalwa jwa mofine epe; gonne Jonatabe morwa Rekabe rraetsho o ne a re laola a re: ‘Lo se ka lwa na bojalwa jwa mofine epe, lona, le fa e le bomorwaa lona ka bosakhutleng.
”O ntladitse bogalaka, o ntlopetse ka longana.
”O tsamaile mo tseleng ya ga mogoloo; ke gone ke tlaa tsenyang senwelo sa gagwe mo seatleng sa gago.” Morena Modimo o bua jaana, a re: “O tlaa nwa senwelo sa ga mogoloo, se se boteng, se segolo; o tlaa tshegwa ka tshotlo, o nna lonyatso; senwelo se, se tshola botona thata. O tlaa kgorisiwa botagwa le bohutsana ka senwelo sa kgakgamalo le tshwafalo, ka senwelo sa ga mogoloo Samaria. “O tlaa se gopisa o ba o se minolosa, mme o tlaa phura dipeana tsa sone, o tlaa ikgagola mabele; gonne ke buile.” Go bua Morena Modimo. Ke gone Morena Modimo o bua jaana a re: “E re ka o ntebetse, o ntatlhetse ka kwa motlhaneng ga gago, ka re, le wena belega botlhodi jwa gago le maakafalo a gago.”
”Moperesiti ope a se ka a nwa bojalwa jwa mofine, mogang ba tsenang mo lolwapeng lwa ka fa teng.
”Daniele ene a ikaelela mo pelong ya gagwe fa a se ketla a iitshekolola ka dijo tsa kgosi, le fa e le ka bojalwa jwa mofine jo e bo nwang; ka moo a lopa kgosana ya baopafadiwi gore a mme a se ka a iitshekolola.
”Jalo molebedi a tlosa dijo tsa bone, le bojalwa jwa mofine jo ba tshwanetseng go bo nwa, mme a ba naya merogo.
”O ikgodiseditse Morena wa legodimo; mme ba lerile dijana tsa ntlo ya gagwe fa pele ga gago, mme wena, le bagolwane ba gago, le basadi ba gago, le bagadingwana ba gago lo nwetse bojalwa jwa mofine mo go tsone; o bakile medimo ya selefera, ya gouta, ya kgotlho, ya tshipi, ya logong le ya lentswe, e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa itseng; mme Modimo o go hema ga gago go leng mo seatleng sa one, le o ditsela tsotlhe tsa gago di leng tsa one, ga o a o galaletsa.
”“Boaka le bojalwa jwa mofine le bojalwa jo boša di tlosa tlhaloganyo.
”E rile ka letsatsi la kgosi ya rona, dikgosana tsa itsenya botlhoko ka mogote wa bojalwa jwa mofine, ya otlolola seatla sa yone le basotli.
”Kubugang, matagwa ke lona, lo lele; bokolelang lona lotlhe banwi ba bojalwa jwa mofine, ka ntlha ya bojalwa jo bo monate; gonne bo kgaotswe mo ganong la lona.
”Ba itelege fa sebesong sengwe le sengwe ba adile diaparo tse di tshotsweng peelo, mo ntlong ya Modimo wa bone ba nwe bojalwa jwa mofine jwa ba ba lefisitsweng.
”“Lwa nosa Banasirite bojalwa jwa mofine; lwa laola baperofeti, lwa re: ‘Se perofeseng.’
”ba lo nwang bojalwa jwa mofine ka megotšana, lo itlotsa ditlolo tse di tlhaolesegileng; mme lo sa hutsafalele pitlagano ya ga Josefe.
”“Fa monna yo o sepelang ka mowa wa tsietso a aka, a re: ‘Ke tlaa go perofesetsa ka ga bojalwa jwa mofine le ka ga bojalwa jo bo loileng;’ e bo e le ene yo o tlaa nnang moperofeti wa batho ba.
”Gonne le fa ba ntse jaaka mitlwa e e nganaganyeng, le fa ekete ba itlopetse ka go nwa ga bone, ba tlaa lailelwa ruri jaaka dirite tse di omeletseng.
”A bo go latlhega ene yo o nosang wa ga gabo, yo o oketsang ka sekgatlholo sa gago, le gone a mo tagisa gore o tle o lebe bosaikategang jwa bone! O tletse ditlhong mo boemong jwa kgalalelo. Le wena nwa, o bo o nne jaaka mongwe yo o sa rupang; senwelo sa seatla sa ga Jehofa se segolo se tlaa menolelwa mo go wena, ditlhong tse di maswe di tlaa nna mo kgalalelong ya gago.
”Gonne Johane o tsile a sa je, a sa nwe, mme ba re: ‘O na le mowa o o maswe.’ Morwa Motho a tla a ja, a nwa, mme ba re: ‘Bonang, motho yo tshikhiri, monwi wa bojalwa jwa mofine, tsala ya bakgethisi le ya baleofi.’ Mme botlhale bo atlholelwa ke ditiro tsa gagwe.”
”Mme e tlaa re fa motlhanka yoo, yo o busula, a ka ithaya mo pelong ya gagwe a re: ‘Morena wa me o diegile;’ mme a simolola go betsa batlhanka ka ene, mme a ja, a nwa le matagwa, morena wa motlhanka yo o tlaa tla ka letsatsi le o sa mo lebeleleng ka lone, le ka nako e o sa e itseng. Mme o tlaa mo seola mo gogolo, a ba a mo laolela bonno le baitimokanyi; go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno teng.
”Gonne o tlaa nna mogolo mo ponong ya Morena; ga a ketla a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng; mme o tlaa tlala Mowa o o Boitshepo le a sa tswa sebopelong sa ga mmaagwe.
”Gonne Johane Mokolobetsi o tsile, a sa je senkgwe, a sa nwe bojalwa jwa mofine; mme lwa re: ‘O na le mowa o o bosula.’ Morwa Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lwa re: ‘Bonang motho yo o tshikiri, le monwa bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi!’
”Mme fa motlhanka yo a ka ithaya mo pelong ya gagwe a re: ‘Morena wa me o diegile go tla;’ mme a simolola go betsa batlhanka le malata, le go ja le go nwa, le go tagwa; morena wa motlhanka yoo o tlaa tla ka letsatsi le o sa mo lebeleleng ka lone, le ka nako e o sa e itseng, mme o tlaa mo kgwathisa thata, a mo laolela kabelo ya gagwe le ba ba se nang boikanngo.
”“Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru;
”Ya re molebalebi wa modiro a leka metsi mo ganong, a jaanong a fetogileng bojalwa jwa mofine, a sa itse kwa a tswang teng, mme batlhanka ba ba gileng metsi ba bo ba itse, molebalebi wa modiro a bitsa monyadi. A mo raya a re: “Batho botlhe ba tle ba beye bojalwa jwa mofine jo bo monate pele; e re batho ba sena go nwa thata, foo ba beye jo bo seng monate; mme wena, bojalwa jwa mofine jo bo monate o bo boloketse lobaka lono.”
”Ba bangwe ba sotla ba re: “Ba kgotshe bojalwa jo bo serobo.” Mme Petere a ema le ba ba 11, a tlhatlosa lentswe la gagwe a bua nabo a re: “Lona banna ba Jutea, le lona lotlhe ba lo agileng mo Jerusalema, a selo se se itsiwe ke lona, lo tlhwaele mafoko a me tsebe. Gonne batho ba, ga ba a tagwa jaaka lo gopotse; ka e sa ntse e le nako ya 9 mo mosong; selo se, ke sone se se builweng ke moperofeti Joele, a re:
”A re sepeleng ka tshiamo, jaaka mo motshegareng; e seng mo tlhapelong, le mo go tagweng, e seng mo boakeng le mo bofaweng, e seng mo kgannyeng le mo lefufeng. Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.
”Go le go ja nama, go le go nwa bojalwa jwa mofine, le gotlhe mo wa gaeno o kgopiwang ka gone, go molemo go kgaogana nago.
”A ga lo itse fa lo le tempele ya Modimo, le gone fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona? Fa motho le fa e le mang a senya tempele ya Modimo, le ene Modimo o tlaa mo senya; gonne tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yone.
”Mme gompieno ke lo kwalela gore e tle e re fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le moakafadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re yo o ntseng jalo, nnyaa, lo se ka lwa tlwaelana nae le fa e le go ja nae.
”Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.
”Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona; gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa, ke gone galaletsang Modimo mo mmeleng wa lona.
”Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela.
”Fa ke lole le dibatana kwa Efeso, ka fa mokgweng wa batho, go a bo go nthusang? A e re fa baswi ba sa tsosiwe, a re jeng, re nweng, gonne re tsoga re swa ka moso. Lo se ka lwa tsietsega: “Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.” Tsitsibogelang kwa tshiamong, mme se leofeng; gonne bangwe ga ba na kitso ya Modimo; mo, ke go bua go lo tlhabisa ditlhong.
”Jaana ditiro tsa nama di a bonala, tse e leng boaka le bomaswe, le bopepe, le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo; ke lo tlhagisa ka ga tsone, fela jaaka nkile ka lo tlhagisa, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.
”Se tagweng ke bojalwa, ka bo na le tlhapeo, lo tladiwe ke Mowa. Lo buisanye ka dipesalema, le difela, le dipina tsa semowa, lo bina, lo opela, lo kotekeletsa Morena ka dipelo tsa lona.
”Jalo a re se robaleng, jaaka ba bangwe ba tle ba dire, a re lebeleleng, re nneng boitekanelo. Gonne ba ba robalang ba tle ba robale bosigo; le ba ba tagwang ba tle ba tagwe bosigo. Mme rona, ka re le ba motshegare, a re nneng boitekanelo, re apere letlatla la sehuba la tumelo le lorato; mme a tsholofelo ya poloka e nne yone tlhoro ya phemelo. Gonne Modimo ga o a re laolela bogale, fa e se gore re bone poloko ka Morena wa rona Jesu Keresete.
”Ke gone mookami wa phuthego o na le go nna motho yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a ikgapile, a le mogopolo o o lekalekanyeng, a le mokgwa montle, e le yo o tsholang batho sentle, a itse go ruta; a se borumolang, a se moitei, a le bonolo, a se segagapa, a se morati wa go huma madi.
”Bagolwane ba phuthego le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi, ba se diteme pedi, ba sa lemalele bojalwa, ba sa bolaelwe khumo e e maswe ke pelo;
”Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa bogatlapa, fa e se wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng fela.
”Mme wena o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago. Gonne nna ke setse ke isiwa tshupelo le jaana, le lobaka lwa go tloga ga me lo fitlhile.
”Gonne mookami wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo; e se yo o ikgantshang, e se yo o bonako go galefa, e se yo o losiwang ke bojalwa, e se moitei, e se yo o bolaelwang ke khumo e e maswe pelo; mme e le yo o tlwaetseng go tshola batho, e le morati wa se se molemo, e le yo o mogopolo o o lekalekanyeng, a le tshiamo, a le boitshepo, a na le go ikgapa;
”Ke go re, a bannabagolo ba itse go ikgapa, ba nne masisi, ba nne mogopolo o o lekalekanyeng, e nne ba ba itekanetseng mo tumelong, le mo loratong, le mo bopeloteleleng; le gore basadibagolo le bone ba nne masisi mo mokgweng wa bone, e se bapateletsi, ba sa lemalela bojalwa, e le ba ba rutang batho se se molemo;
”Le makau, o ba laye gore ba nne mogopolo o o lekalekanyeng;
”E re ruta gore e tle e re re ntse re ikgaogantse le boikepo, le dithato tsa lefatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo, mo motlheng wa gompieno;
”Ke gone, ka go itlama mo megopolong, lo nne tekano, mme lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo, mo tshegofatsong e e tlaa tlisiwang mo go lona ka go senolwa ga Jesu Keresete. Lo nne jaaka bana ba ba utlwang, lo sa ipope ka fa dithatong tsa lona tsa gale, tsa motlha wa go tlhoka go itse ga lona. Mme jaaka yo o lo biditseng a le boitshepo, le lona lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona; ka go kwadilwe ga twe: “Lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.”
”Gonne lobaka lo lo fetileng lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye lwa go dira keletso ya Baditšhaba, le lwa go tsamaya mo bopepeng le mo dithatong le mo go nweng bojalwa, le mo ditlhapelong, le mo ditagong, le mo ditirelong tse di makgapha tsa medimo ya disetwa;
”Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang. Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng.
”Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe.
”Mme moengele yo mongwe, e le wa bobedi, a tla morago ga yoo, a re: “Babilone yo mogolo o ole, o ole, o o dirileng gore merafe yotlhe e nosiwe bojalwa jwa bogale jo bo tsositsweng ke kgokafalo ya gagwe.”
”se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba ne ba tagisiwa ke bojalwa jwa kgokafalo ya sone.”
”Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe.”
”