20 – Thapelo

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Thapelo.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

1 Peter 3:12

Gonne matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe mo mekokotlelong ya bone; mme sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula.”

Psalms 5:1-3

Tlhwaela mafoko a me tsebe Jehofa, o gopole go akanya ga me. Reetsa lentswe la go goa ga me, Kgosi ya me, le Modimo wa me; gonne ke rapela wena. Jehofa, o tlaa utlwa lentswe la me go sa le ka moso; e tlaa re go sa le ka moso, ke tlaa rulaganyetsa morapelo wa me kwa go wena, mme ke tlaa lebelela.

Matthew 6:9-13

Ke gone lo rapele lo re: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Re neye gompieno sejo sa rona sa letsatsi. Mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona. O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 293

Genesis 18:27

Aberahame a fetola a re: “Bona jaana, nna yo ke leng lorole le molora, ke ipeile go bua le Jehofa.

Genesis 24:12-15

A re: “Jehofa, Modimo wa ga mongwake Aberahame, ke a go rapela, o ntlisetse letlhogonolo gompieno, o bo o supetse mongwake Aberahame pelonomi. Bona, ke eme fa motsweding wa metsi, bomorwadia banna ba motse ba tla go ga metsi. A go dirafale gore morweetsana yo ke tlaa mo rayang ke re: ‘Ke a go rapela, a ko o sekege nkgwana ya gago gore ke nwe,’ mme fa a tlaa re: ‘Nwa, le dikamela tsa gago ke tlaa di nosa,’ ene yoo, e nne ene yo o mo laoletseng motlhanka wa gago Isake; ke tlaa bo ke itse ka mo fa o supeditse mongwake pelonomi.” Ga dirala ya re a ise a swetse go bua, bona, Rebeka a tswa, ene yo o tsetsweng ke Bethuele morwa Mileka, mosadi wa ga Nahore, monnaa Aberahame, a tswa a beile nkgwana ya gagwe mo legetleng.

Genesis 25:21

Isake a rapelela mosadi wa gagwe thata mo go Jehofa ka a le moopa. Jehofa a rapelesega, Rebeka mosadi wa gagwe a nna moimana.

Genesis 32:24-30

Jakobe a sala a le esi; mme ga sokasokana nae monna mongwe go tsamaya bosigo jwa a sa. Mme a re a bona a sa mo fenye, a ama tswinke ya noka ya gagwe; tswinke ya noka ya ga Jakobe ya khumoga ka a sokasokana nae. A mo raya a re: “Ntesa ke tsamaye gonne bosigo bo a sa.” Mme a re: “Ga nketla ke go lesa o tsamaya fa o sa ntshegofatse.” A mo raya a re: “Leina la gago e mang?” A re: “Jakobe.” Mme a re: “Leina la gago ga le ketla le tlhola le bidiwa Jakobe, le tlaa bidiwa Iseraele, gonne o ganetse le Modimo le batho, mme o fentse.” Jakobe a mmotsa a re: “Ke a go rapela, a ko o mpolelele leina la gago.” Mme a re: “Ke ka ntlha yang fa o botsa leina la me?” Mme a mo segofatsa gone. Jakobe a raya leina la felo foo a re, Peniele; gonne a re: “Ke bonye Modimo re lebanye difatlhogo, mme botshelo jwa me bo bolokilwe.”

Exodus 34:28

A nna gone le Jehofa ka malatsi a le 40, le masigo a le 40; ga a ka a ja dijo, le fa e le go nwa metsi. Mme a kwala mo matlapeng mafoko a kgolagano, e bong mantswe a a some.

Numbers 16:22

Mme ba wela fa fatshe ka difatlhogo ba re: “Ao! Modimo, Modimo wa mewa ya nama yotlhe, a motho o tlaa leofa a le mongwe fela, mme wa nna bogale le phuthego yotlhe?”

Deuteronomy 4:29-31

E tlaa re lo le gone fa lo ka batla Jehofa Modimo wa gago, o tlaa mmona, fa o mo senka ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa otlhe wa gago. E tlaa re o le mo pitlaganong mme dilo tse tsotlhe di go wetse, fa e tlaa re mo metlheng ya bofelo o boela mo go Jehofa Modimo wa gago, o reetsa lentswe la gagwe, ka Jehofa Modimo wa gago e le Modimo o o boutlwelobotlhoko; ga a ketla a go tlogela, le gone ga a ketla a go senya, le fa e le go lebala kgolagano ya borraago e o ne a e ba ikanela.

Deuteronomy 9:9

E rile ke tlhatlogetse mo thabeng ke ya go amogela matlapa, e bong matlapa a kgolagano e Jehofa o ne a e dira le lona, foo ka nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40; ga ke a ka ka ja dijo le fa e le go nwa metsi.

Deuteronomy 9:18

Ka wela fa pele ga Jehofa jaaka ga ntlha, ka malatsi a le 40 le masigo a le 40; ga ke a ka ka ja dijo le fa e le go nwa metsi; ka ntlha ya boleo jotlhe jwa lona jo lo ne lo bo leofile, ka go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, go mo gakatsa.

Deuteronomy 9:25

“Jalo ka wela fa pele ga Jehofa ka malatsi ao a a 40 le masigo a a 40 a ke wetseng fa fatshe ka one; gonne Jehofa o na a rile o tlaa lo senya.

Deuteronomy 10:10

“Ka tlhola mo thabeng, jaaka ga ntlha, malatsi a le 40 le masigo a le 40, mme Jehofa a ntlheetsa le ka lone lobaka loo; Jehofa a se ka a ikutlwa go go senya.

Joshua 7:6

Jošua a ikgagola diaparo, a wela ka sefatlhogo fa fatshe fa pele ga letlole la ga Jehofa go ya maitseboeng, ene le bagolwane ba Iseraele; ba baya lorole mo ditlhogong tsa bone.

Judges 20:26

Foo bana ba Iseraele botlhe, le batho botlhe, ba tlhatloga ba tla mo Bethele, ba lela, mme ba dula gone fa pele ga Jehofa, ba ithiba mo dijong ka tsatsi leo go ya maitseboeng; ba isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso.

1 Samuel 3:10

Jehofa a tla a ema a bitsa jaaka ka metlha e mengwe a re: “Samuele, Samuele.” Foo Samuele a re: “Bua; gonne motlhanka wa gago o a utlwa.”

1 Samuel 12:23

Gape ka ga me, a go nne kgakala le nna go leofela Jehofa ka go bakela go lo rapelela; ke tlaa lo ruta tsela e e molemo, le e e siameng.

1 Kings 8:22-23

Solomone a ema fa pele ga sebeso sa ga Jehofa mo ponong ya phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlololela mabogo a gagwe kwa legodimong. A re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele, ga go na Modimo ope o o tshwanang nao, kwa legodimong kwa godimo, le fa e le mo lefatsheng kwano tlase; yo o tshegeletsang batlhanka ba gago kgolagano le boutlwelobotlhoko, e bong ba ba sepelang fa pele ga gago ka pelo yotlhe ya bone;

1 Kings 8:54

Ga nna fela jaana, e rile Solomone a sena go wetsa go rapela morapelo o, le mokokotlelo o otlhe mo go Jehofa, a khubamologa fa pele ga sebeso sa ga Jehofa, a tloga mo go khubameng ka mangole a gagwe a otlololetse mabogo a gagwe legodimong.

1 Kings 18:36-39

Ga dirala ya re lobaka lwa fa go isiwa seromololo sa maitsebowa, Elija moperofeti a atamela, a re: “Jehofa Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake, le wa ga Iseraele, a go itsiwe gompieno fa o le Modimo mo Iseraele, le go re, nna ke motlhanka wa gago, le go re ke dirile dilo tsotlhe tse ka lefoko la gago. Nkutlwa Jehofa, o nkutlwe gore batho ba, ba itse fa wena Jehofa o le Modimo, le go re o bile o bositse dipelo tsa bone.” Foo molelo wa ga Jehofa wa wa, mme wa nyeletsa tshupelo e e fisiwang le dikgong, le maje, le lorole, wa ba wa latswa metsi a a mo moseleng. Ya re batho botlhe ba go bona, ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba re: “Jehofa ke ene Modimo; Jehofa ke ene Modimo!”

2 Kings 19:16

A ko o sekege tsebe Jehofa, o utlwe; o tle o buduloge matlho, Jehofa, o bone; o utlwe mafoko a ga Senakeribe, a o mo romileng ka one go tla go kgoba Modimo o o tshedileng.

2 Kings 19:19

Ke gone jaana, Jehofa Modimo wa rona, ke a go rapela, a ko o re golole mo seatleng sa gagwe gore magosi otlhe a lefatshe a itse fa e le wena Jehofa Modimo, e bong wena wesi.”

2 Kings 20:2-3

Foo a ithetololela sefatlhogo kwa lomoteng a rapela Jehofa a re: “Jehofa, kea go rapela, a ko o gakologelwe jaaka ke sepetse fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo e e itekanetseng, ke dirile se se molemo mo ponong ya gago.” Hesekia a lela mo go botlhoko.

1 Chronicles 4:10

Jabese a rapela Modimo wa Iseraele a re: “A bo Modimo o ka ka wa ntshegofatsa wa ba wa nkatlhamosetsa molelwane, le gore seatla sa gago se ka ka sa nna le nna, le gone o ka ka wa nthibela mo bosuleng, gore bo se ntlele le bohutsana!” Modimo wa mo naya se o se lopileng.

1 Chronicles 16:8

“A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe madiro a gagwe lo a itsefatse mo ditšhabeng.

1 Chronicles 16:11

Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng.

1 Chronicles 16:34

A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

1 Chronicles 23:30

le go ema ka meso yotlhe ba leboga ba baka Jehofa, le gone mo maitseboeng;

2 Chronicles 6:12-14

Kgosi ya ema fa pele ga sebeso sa ga Jehofa mo ponong ya phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlolola mabogo. (Gonne Solomone o ne a dirile maemo a kgotlho, boleele jwa one bo le dimetara di le 2,2, boatlhamo jwa one bo le dimetara di le 2,2, le bogodimo jwa one bo le dimetara di le 1,3, a a tlhomile fa gare ga lolwapa. Mme a ema mo go one, a khubama ka mangole fa pele ga phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlololela mabogo kwa legodimong), mme a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, ga go na Modimo ope o o tshwanang nao, kwa legodimong le fa e le mo lefatsheng; yo o tshegeletsang batlhanka ba gago kgolagano le boutlwelo botlhoko, e bong ba ba sepelang fa pele ga gago ka pelo yotlhe ya bone;

2 Chronicles 6:19-21

Le fa go ntse jalo a ko o ngoke morapelo wa motlhanka wa gago, le mokokotlelo wa gagwe, Jehofa Modimo wa me, go reetsa pitso le morapelo o motlhanka wa gago o o rapelang fa pele ga gago. Gore matlho a gago a budulogele ntlo e, motshegare le bosigo, e bong felo fa o buileng ka ga gone wa re, o tlaa baya leina la gago gone; go tla o reetsa morapelo o motlhanka wa gago o tlaa o rapelang a lebile felo fa. O reetse mekokotlelo ya motlhanka wa gago, le ya batho ba gago Baiseraele, mogang ba rapelang ba lebile felo fa, ee, utlwa o le bonnong jwa gago, e bong kwa legodimong, mme o re o utlwa, o itshwarele.

2 Chronicles 6:29-31

le fa e ka bo e le morapelo le mokokotlelo ofe o o dirwang ke motho mongwe, kgotsa ke batho botlhe ba Iseraele, ba mongwe le mongwe wa bone o tlaa itseng petso ya gagwe tota, le bohutsana jwa gagwe tota, mme fa a ntsha mabogo a gagwe a lebile ntlo e, foo o utlwe o le kwa legodimong bonnong jwa gago, o itshwarele, o direle motho mongwe le mongwe ka fa ditseleng tsotlhe tsa gagwe, yo pelo ya gagwe o e itseng; (gonne wena, e bong wena wesi, o itse dipelo tsa bana ba batho); gore ba tle ba go boife, go tla ba sepela mo ditseleng tsa gago, ka metlha yotlhe e ba tshelang ka yone mo lefatsheng le o le neileng borraetsho.

2 Chronicles 6:40

“Ka moo, Modimo wa me, ke a go rapela, a matlho a gago a buduloge, a ditsebe tsa gago di sekegele morapelo o o dirwang mo felong fa.

2 Chronicles 7:14-15

fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina la me, ba ikokobetsa, mme ba rapela, ba batla sefatlhogo sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo; foo ke tlaa utlwa ke le mo legodimong, mme ke tlaa itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone. Jaana matlho a me a tlaa buduloga, le ditsebe tsa me ke tlaa di sekegela morapelo o o dirwang mo felong fa.

2 Chronicles 12:14

Mme a dira se se bosula, ka a se ka a itlhomamisa ka pelo go batla Jehofa.

2 Chronicles 14:11

Asa a goela kwa go Jehofa Modimo wa gagwe a re: “Jehofa, ga go na ope kwa ntle ga gago yo o thusang, gare ga mothata le yo o se nang nonofo; re thuse Jehofa Modimo wa rona, gonne re ikaegile mo go wena, re bololetse bontsi jo ka leina la gago. Jehofa, ke wena Modimo wa rona, a motho a se go fenye.”

2 Chronicles 15:12

Ba tsena mo kgolaganong, ya gore ba batle Jehofa Modimo wa borraabo, ka pelo yotlhe ya bone, le ka mowa otlhe wa bone;

2 Chronicles 30:27

Foo baperesiti le Balefi ba nanoga ba segofatsa batho, mme lentswe la bone la utlwiwa, le morapelo wa bone wa tlhatlogela kwa bonnong jo bo boitshepo jwa one, e bong kwa legodimong.

2 Chronicles 32:20

Kgosi Hesekia, le Isaia moperofeti morwa Amose, ba rapela ka ntlha ya moo, ba goela kwa legodimong.

Ezra 8:21-23

Foo ka opa mokgosi wa go re, go ikidiwe dijo gone, fa nokeng ya Ahafa, gore re tle re ikokobetse fa pele ga Modimo wa rona, go tla re batla mo go one tsela e e siameng, ya rona, le ya banyana ba rona, le ya dithuo tsotlhe tsa rona. Gonne ke ne ke tlhajwa ke ditlhong go lopa kgosi lesomo la batlhabani le bapalami ba dipitse go re thusa go tlhabana le mmaba mo tseleng; gonne re buile le kgosi, ra re: “Seatla sa Modimo wa rona se na le botlhe ba ba o batlang go ba direla molemo; mme thata ya one le bogale jwa one di tlhabana le botlhe ba ba o latlhang.” Jalo ra ikitsa go ja, ra rapela Modimo wa rona ka ga selo se, mme wa re rapelesegela.

Ezra 9:5-6

E rile ka lobaka lwa go isa seromololo sa maitsebowa ka nanonga mo boikokobetsong jwa me, seaparo sa me se gagogile fela le sekhutlana sa me; ka wela ka mangole, ka otlololela mabogo a me kwa go Jehofa, Modimo wa me. Ka bua ka re: “Modimo wa me, ke tlhajwa ke ditlhong, ke bile ke a itlhontsha, ke retelelwa ke go go tsholeletsa sefatlhogo sa me, Modimo wa me, gonne tshiamololo ya rona, le molato wa rona o goleletse kwa magodimong.

Ezra 10:6

Foo Esera a nanoga fa pele ga ntlo ya Modimo, a tsena mo ntlwaneng ya ga Johanane morwa Eliašibe; ya re a fitlha gone a se ka a ja dijo, le fa e le go nwa metsi; gonne o ne a hutsafaletse tlolo ya bone ba botshwaro.

Nehemiah 1:4-6

Mme ga dirala ya re ke sena go utlwa mafoko ao, ka dula, ka lela, ka hutsafala ka malatsi mangwe; ka ikitsa go ja, ka rapela fa pele ga Modimo wa legodimo. Ka re: “Ke a go rapela, Morena Modimo wa legodimo, Modimo o mogolo o o boitshegang, o o tshegeletsang ba ba o ratang le batshegetsi ba ditaolo tsa one kgolagano le boutlwelobotlhoko. “A jaana tsebe ya gago e sekegwe, matlho a gago a buduloge, gore o tle o reetse morapelo wa motlhanka wa gago, o ke o rapelang fa pele ga gago mo lobakeng lono, motshegare le bosigo, ka ga bana ba Iseraele, batlhanka ba gago, ka ke bolela maleo a bana ba Iseraele, a re a leofileng fa pele ga gago. Ee, nna le ba ntlo ya ga rre re leofile.

Nehemiah 8:6

Esera a baka Jehofa, Modimo o mogolo. Batho botlhe ba fetola, ba re: “Amene! Amene!” ba tsholeditse mabogo, ba oba ditlhogo, ba obamela Jehofa ba isitse difatlhogo fa fatshe.

Nehemiah 9:1-2

Jaana e rile ka tsatsi la 24 la kgwedi eo bana ba Iseraele ba bo ba phuthegile ba ikiditse dijo, ba apere letsela la kgetsi, ba ikubuetse mmu. Ba losika lwa Iseraele ba itomolola mo baennyeng botlhe fela, ba ema ba ipolela maleo a bone, le ditshiamololo tsa borraabo.

Esther 4:3

Le mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe kwa taolo le molao wa kgosi o fitlhileng teng, ga nna khutsafalo e kgolo mo Bajuteng, le go ikitsa go ja, go lela le go kuruetsa; batho ba le bantsi ba rapama fa fatshe mo letseleng la kgetse le melora.

Esther 4:16

“Ya o phuthe Bajuta botlhe ba ba mo Shušane lo ntirele go ikitsa go ja, lo bo lo se ka lwa ja le fa e le go nwa ka malatsi a le mararo, bosigo le fa e le motshegare. Le nna le barweetsana ba me re tlaa ikitsa go ja jalo; jalo ke tlaa tsena kwa kgosing, le fa e tlaa bo e se ka fa molaong; mme fa ke swa, a ke swe fela.”

Job 1:20

Foo Jobe a nanoga, a ikgagola kobo, a ipeola tlhogo, a wela fa fatshe, a obama;

Job 5:8-9

Mme ka ga me, ke rata go batlela kwa Modimong; ke rata go neela Modimo mafoko a me a tsheko; o o dirang dilo tse dikgolo le tse di se nang bokankabetso, dilo tse di gakgamatsang, tse di se nang palo.

Job 8:5

fa o ne o ka batla ka tlhoafalo mo Modimong, mme wa dira mokokotlelo wa gago mo go Mothatayotlhe,

Job 11:13

“Fa o baakanya pelo sentle, o otlolela diatla tsa gago kwa go one;

Job 13:22

Foo o bitse, mme ke tlaa go araba; kgotsa o mme ke bue, mme o mphetole.

Job 22:27

O tlaa o rapela, mme o tlaa go utlwa; o tlaa lefa maikano a gago.

Job 35:12-13

Foo ba goe, mme ga go arabe ope, ka ntlha ya boikgodiso jwa batho ba ba bosula. Ruri Modimo o a bo o se ketla o utlwa boithamako, le gone Mothatayotlhe ga a ketla a bo tlhokomela.

Job 42:10

E rile Jobe a rapelela ditsala tsa gagwe, Jehofa a busa botshwaro jwa gagwe; Jehofa a ba okeletsa Jobe ka sebedi bogolo go tse o kileng a bo a na natso gale.

Psalms 3:4

Ke tle ke bitse Jehofa ka lentswe la me, mme a nkarabe a le mo thabaneng ya gagwe e e boitshepo. Sela.

Psalms 4:1

A e re ke bitsa o nkarabe Modimo wa tshiamo ya me; o nkatlhamoloseditse bonno ke le mo pitlaganong; nkutlwela botlhoko mme o utlwe morapelo wa me.

Psalms 5:1-3

Tlhwaela mafoko a me tsebe Jehofa, o gopole go akanya ga me. Reetsa lentswe la go goa ga me, Kgosi ya me, le Modimo wa me; gonne ke rapela wena. Jehofa, o tlaa utlwa lentswe la me go sa le ka moso; e tlaa re go sa le ka moso, ke tlaa rulaganyetsa morapelo wa me kwa go wena, mme ke tlaa lebelela.

Psalms 9:10

ba ba itseng leina la gago ba tlaa ikanya mo go wena; gonne wena, Jehofa, ga o a latlha ba ba go batlang.

Psalms 10:4

Moikepi o bua ka boikgodiso jwa sefatlhogo sa gagwe, a re: “Ga o ketla o go lefetsa.” Megopolo yotlhe ya gagwe ke go re: “Ga go na Modimo ope.”

Psalms 17:1

Utlwa e e leng tshiamo Jehofa, o tlhokomele go goa ga me; tsebe o e beele morapelo wa me o o sa tsweng mo dipounameng tse di ipatang.

Psalms 17:6

Ke bileditse koo go wena, gonne o tlaa nkaraba Modimo; sekegela tsebe ya gago kwa go nna, o utlwe puo ya me.

Psalms 18:6

Mo pitlaganong ya me ka bitsa Jehofa, ka goela Modimong wa me; a utlwa lentswe la me a le mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo, selelo sa me fa pele ga gagwe sa mo tsena ka ditsebe.

Psalms 25:5

Ntsamaisa mo boammaaruring jwa gago o bo o nthute; gonne ke wena Modimo wa poloko ya me; ke lebelela mo go wena ka letsatsi lotlhe.

Psalms 27:4

Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa, ke sone se ke tlaa se senkang; ke gore ke tle ke age mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa me, go leba bontle jwa ga Jehofa le go botsa mo tempeleng ya gagwe.

Psalms 27:7-8

Jehofa, utlwa mogang ke goang ka lentswe la me; o bo o nkutlwele botlhoko, mme o nkarabe. E rile fa o re: “Batlang sefatlhogo sa me,” pelo ya me ya go raya ya re: “Sefatlhogo sa gago Jehofa, ke tlaa se batla.”

Psalms 27:14

Lebelela mo go Jehofa; o nne thata, mme a pelo ya gago e natlafale; ee, lebelela mo go Jehofa.

Psalms 28:1-2

Ke tlaa tlhaeleletsa koo go wena, Jehofa; lefika la me, o se ka wa ipaya bosusu mo go nna; e ka tla ya re fa o ntidimaletse, ka nna jaaka ba ba fologelang mo moleteng. Utlwa lentswe la mekokotlelo ya me, mogang ke go kuang, mogang ke tsholeletsang mabogo a me kwa felong ga bobuelo fa go boitshepo ga gago.

Psalms 31:1-2

Jehofa, ke ikanya mo go wena; a ke se lesiwe ka tlhajwa ke ditlhong gope; o nkgolole o le mo tshiamong ya gago. Ntlhwaela tsebe; o nkgolole ka bonako; o nne lefika le le thata mo go nna, ntlo ya phemelo go mpoloka.

Psalms 34:4-8

Ka batla Jehofa, mme a nkaraba, a nkgolola mo dipoifong tsa me tsotlhe fela. Ba ne ba leba kwa go ene, mme ba sa matlho; difatlhogo tsa bone ga di ketla di sosobagana gope. Mohumanegi yo, o ne a bitsa, mme Jehofa a mo utlwa, a mo golola mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe. Moengele wa ga Jehofa o thibelela mo ntlheng tsotlhe tsa ba ba mmoifang, mme o a ba golola. A ko lo lekeng lo bone fa Jehofa a le molemo; go sego monna yo o mo ikanyang.

Psalms 34:15-18

Matlho a ga Jehofa a mo go ba ba mmoifang, le ditsebe tsa gagwe di kwa go goeng ga bone. Sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula, go nyeletsa go gopolwa ga bone mo lefatsheng. Basiami ba ne ba goa, mme Jehofa a utlwa, a ba golola mo ditlalelong tsotlhe tsa bone. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng, o boloka ba ba mowa o o ngomogileng.

Psalms 35:18

Ke tlaa go ntshetsa malebogo mo phuthegong e kgolo; ke tlaa go baka mo bontsing jo bogolo jwa batho.

Psalms 37:7

Itapolose mo go Jehofa, o mo lebelele ka pelotelele; o se ka wa itshwenya ka ga yo o segofalang mo tseleng ya gagwe; ka ntlha ya monna yo o dirafatsang maano a a bosula.

Psalms 39:12

Utlwa morapelo wa me, Jehofa; beela go gowa ga me tsebe; o se ka wa didimalela dikeledi tsa me, gonne ke moeng fela wa gago, ke mojaki fela jaaka borraetsho botlhe ba ne ba ntse.

Psalms 40:1

Ke ne ka lebelela Jehofa ka pelotelele; a itshekegela kwa go nna, a utlwa go gowa ga me.

Psalms 40:5

Jehofa Modimo wa me, di dintsi ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, tse o di dirileng, le megopolo ya gago e e kwano go rona; ga o ka ke wa di rulaganyediwa; fa ke rata go di bolela, le go bua ka ga tsone, di feta mo go ka balwang.

Psalms 40:16-17

A botlhe ba ba go batlang ba itumele, ba ipele mo go wena; a ba ba ratang poloka ya gago ba bue ka go tlhoka go khutla ba re: “A Jehofa a godisiwe.” Nna ke lehuma, ke a tlhoka; le fa go ntse jalo, Morena o a nkgopola; wena o thuso ya me, le mogolodi wa me; o se ka wa diega, Modimo wa me.

Psalms 42:8

Le fa go ntse jalo Jehofa o tlaa laola bopelonomi jwa gagwe jwa lorato mo motshegareng, le mo bosigong sefela sa gagwe ke tlaa bo ke na naso, e bong morapelo o o rapelang Modimo wa botshelo jwa me.

Psalms 46:10-11

“Nang fela, mme lo itse fa ke le Modimo; ke tlaa godisiwa mo merafeng; ke tlaa godisiwa mo lefatsheng.” Jehofa wa masomosomo o na le rona; Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela.

Psalms 50:14-15

Isetsa Modimo setlhabelo sa go leboga; o bo o lefele Mogodimodimo maikano a gago. E re mo letsatsing la tlalelo o mpitse; ke tlaa go golola mme o tlaa nkgalaletsa.”

Psalms 51:6

Bona, o eletsa boammaaruri mo ditennyeng; le mo bokaeng jo bo fitlhegileng o tlaa nkitsise botlhale.

Psalms 55:1

Sekegela morapelo wa me tsebe Modimo; o se ka wa iphitlhela mokokotlelo wa me.

Psalms 55:16-17

Ka ga me, ke tlaa bitsa Modimo; mme Jehofa o tlaa mpoloka. Ke tlaa itoka, ke duma, maitseboa le ka moso, le motshegare, mme o tlaa utlwa lentswe la me.

Psalms 55:22

Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.

Psalms 59:9-10

Ao, thata ya me, ke tlaa lebelela mo go wena; gonne Modimo ke kago ya me e e godileng ya phemelo. Modimo wa boutlwelobotlhoko jwa me o tlaa ntlela pele; Modimo o tlaa mma ke bona keletso ya me mo babeng ba me.

Psalms 61:1-2

Utlwa go goa ga me, Modimo; ela morapelo wa me tlhoko. Ke tlaa tlhaeleletsa koo go wena ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe, mogang pelo ya me e phikanngwang ke bohutsana, nkgogela kwa lefikeng le le godimo bogolo go nna.

Psalms 62:1-2

Mowa wa me o lebeletse fela mo Modimong; poloko ya me e tswa mo go one. Ke one osi o e leng lefika la me, le poloko ya me; ke one kago ya me e e godileng ya phemelo; ga nketla ke tshikinyega thata.

Psalms 62:5-8

Mowa wa me, wena o lebelele mo Modimong fela; gonne tebelelo ya me e mo go one fela. Ke one osi lefika la me, le poloko ya me; ke one kago ya me e e godileng ya phemelo; ga nketla ke tshikinyega. Poloko ya me le kgalalelo ya me di na le Modimo; lefika la thata ya me le mo Modimong, le botshabelo jwa me. Lona batho, ikanyeng mo go one ka metlha yotlhe; tshololang dipelo tsa lona fa pele ga one; Modimo ke botshabelo jwa rona. Sela.

Psalms 63:1

Modimo, o Modimo wa me; ke tlaa go batla go sa le gale; mowa wa me o go nyoretswe, nama ya me e go tlhologeletswe, mo lefatsheng la lokgere lo lo lapisang, kwa metsi a seong gone.

Psalms 66:17-20

Ke ne ka tlhaeletsa kwa go one ka molomo wa me, wa ba wa bakwa thata ka loleme lwa me. Fa nkabo ke ne ka tsaya boikepo tsia mo pelong ya me, Jehofa o ne a tlaa se ke a reetse. Ruri Modimo o utlwile; o tsere lentswe la morapelo wa me tsia. A go bakwe Modimo o o se kang wa faposa morapelo wa me, le fa e le boutlwelobotlhoko jwa one go bo faposa mo go nna.

Psalms 69:3

Ke lapisitswe ke go lela ga me; memetso ya me e phaphaletse; matlho a me a tlhaela ka ke lebeletse Modimo wa me.

Psalms 69:32

Bapelonomi ba go bonye, mme ba itumela; lona ba lo senkang Modimo, a pelo tsa lona di tshele.

Psalms 75:1

Re go ntshetsa malebogo Modimo; re a leboga, gonne leina la gago le le gaufi; batho ba bolela ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.

Psalms 77:1-2

Ke tlaa goela kwa Modimong ka lentswe la me; e bong Modimo, ka lentswe la me, mme o tlaa ntshekegela tsebe. E rile mo letsatsing la tlalelo ya me ka batla Morena; seatla sa me se ne se otlologile mo bosigong, mme se se ka sa gonega; mowa wa me wa gana go gomotsega.

Psalms 85:8

Ke tlaa utlwa se Modimo, Jehofa, o tlaa se buang, gonne o tlaa bua kagiso le batho ba one, le baitshepi ba one; mme a ba se boele gape mo boeleeleng.

Psalms 86:6-7

Jehofa, beela morapelo wa me tsebe; o bo o reetse lentswe la mekokotlelo ya me. Ke tlaa re mo letsatsing la tlalelo ya me ke go bitse, gonne o tlaa nkaraba.

Psalms 88:1-2

Jehofa, Modimo wa poloko ya me, ke ntse ke gala fa pele ga gago motshegare le bosigo. A morapelo wa me o tsene, o fitlhe fa pele ga gago; sekegela go gala ga me tsebe ya gago;

Psalms 88:13

Ke wena, Jehofa, yo ke goetseng kwa go wena; mme e tle e re go le ka moso morapelo wa me o tlaa nna o fitlha fa pele ga gago.

Psalms 90:12

Jalo o re rute go bala malatsi a rona, gore re tle re itseele pelo ya botlhale.

Psalms 91:1

Ene yo o agileng mo felong fa go sa itsiweng ga Mogodimodimo, o tlaa nnela ruri fa tlase ga moriti wa Mothatayotlhe.

Psalms 91:15

O tlaa mpitsa, mme ke tlaa mo araba; ke tlaa nna nae mo tlalelong, ke tlaa mo golola, ke tlaa mo tlotla.

Psalms 92:1-2

Ke selo se se molemo go ntshetsa Jehofa malebogo, le go opelela leina la gago dipako, wena Mogodimodimo; go bolelelapale bopelonomi jwa gago jwa lorato go le ka moso, le boikanngo jwa gago ka masigo otlhe.

Psalms 95:6-8

A ko lo tleng, re obame, re iname; a re khubameng fa pele ga Jehofa mmopi wa rona: gonne ke ene Modimo wa rona, mme rona re batho ba bofulo jwa one, le dinku tsa seatla sa one. A bo gompieno lo ka ka lwa utlwa lentswe la one! Se thatafatseng pelo tsa lona, jaaka kwa Meriba, jaaka mo tsatsing la Masa kwa nageng,

Psalms 102:1-2

A ko o utlwe morapelo wa me, Jehofa, mme a go goa ga me go ke go fitlhe koo go wena. O se ka wa mphitlhela sefatlhogo sa gago mo letsatsing la pitlagano ya me; O ntshekegele tsebe; e re mo letsatsing le ke bitsang ka lone o nkarabe ka bonako.

Psalms 102:17

O tlhokometse morapelo wa ba ba hotlhegileng ba se na sepe, ga a ka a nyatsa morapelo wa bone.

Psalms 105:3-4

Kgantshang ka leina la gagwe le le boitshepo; a dipelo tsa ba ba batlang Jehofa di itumele. Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng.

Psalms 109:24

Mangole a me a kgwetlhisiwa ke go tlhoka go ja; le nama ya me e tlhorega monono.

Psalms 116:1-4

Ke rata Jehofa, gonne o utlwile lentswe la me, le mekokotlelo ya me. Ka a ntshekegetse tsebe ya gagwe, ke gone ke tlaa nnang ke mmitsa ka ke sa ntse ke tshedile. Dikgole tsa loso di ne di ntsentse gare, matlhoko a Bobipo a ntshwere; ka bona tlalelo le bohutsana. Foo ka bitsa leina la ga Jehofa; ka re: “Jehofa, ke a go rapela, golola mowa wa me.”

Psalms 116:17

Ke tlaa go isetsa setlhabelo sa tebogo, mme ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa.

Psalms 118:5

Ke ne ka bitsa leina la ga Jehofa mo pitlaganong ya me; Jehofa a nkaraba, mme a mpaya mo felong fa go atlhameng.

Psalms 118:21

Ke tlaa go ntshetsa malebogo, ka gobo o nkarabile, o bile o diregile poloka ya me.

Psalms 119:2

Go sego ba ba bolokang ditshupo tsa gagwe, ba mmatla ka pelo yotlhe.

Psalms 119:10

Ke go batlile ka pelo ya me yotlhe fela; a ko o se ka wa ntesa ka timelwa ke ditaolo tsa gago.

Psalms 119:145-149

Ke biditse ka pelo ya me yotlhe; nkaraba Jehofa; ke tlaa boloka ditao tsa gago. Ke bileditse koo go wena; mpoloka, mme ke tlaa tlhokomela ditshupo tsa gago. Ka raka mahube a moso, ka goa; ka solofela mo mafokong a gago. Matlho a me a ne a raka ditebeledi tsa bosigo, gore ke tle ke tlhatlhanye lefoko la gago. Utlwa lentswe la me ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato; o ntsitsibose Jehofa, ka fa dikatlholong tsa gago.

Psalms 130:1-2

Ke rile ke le mo matennyeng ka goela koo go wena Jehofa. Morena, utlwa lentswe la me; a ditsebe tsa gago di akele lentswe la mekokotlelo ya me.

Psalms 130:5-6

Ke lebeletse Jehofa, mowa wa me o lebeletse fela, mme ke solofetse mo lefokong la gagwe. Mowa wa me o lebeletse Morena bogolo go fa balebedi ba lebelela mahube a moso; ee, bogolo go balebedi ba mahube a moso.

Psalms 136:1

A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

Psalms 136:2

A ko lo ntshetseng Modimo wa medimo malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

Psalms 136:3

A ko lo ntshetseng Morena wa barena malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

Psalms 141:1-2

Jehofa, ke goetse koo go wena; a ko o nkakofele; sekegela lentswe la me tsebe mogang ke go bitsang. A morapelo wa me o rangwe fa pele ga gago jaaka maswalo; go tsholediwa ga diatla tsa me e nne jaaka setlhabelo sa maitsebowa.

Psalms 142:1-2

Ke tlhaeleletsa kwa go Jehofa ka lentswe la me; ke isa mokokotlelo kwa go Jehofa ka lentswe la me. Ke gorometsa boitoko jwa me fa pele ga gagwe; ke supa tlalelo ya me fa pele ga gagwe.

Psalms 143:1

Utlwa morapelo wa me Jehofa; sekegela mekokotlelo ya me tsebe; o nkarabe mo boikanngong jwa gago, le mo tshiamong ya gago.

Psalms 145:15-19

Matlho a dilo tsotlhe a lebeletse wena; mme o tle o di fe dijo tsa tsone mo metlheng e e lebanyeng. O huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela. Jehofa o tshiamo mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o pelotshweu mo ditirong tsotlhe tsa gagwe. Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, e bong botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tlaa dirafatsa keletso ya ba ba mmoifang; le gone o tlaa utlwa pitso ya bone, a ba boloke.

Proverbs 1:28-30

Foo ba tlaa mpitsa, mme ga nketla ke araba; ba tlaa mpatla ka tlhoafalo, mme ga ba ketla ba mpona. E re ka ba idile kitso, ba se ka ba itshenkela go boifa Jehofa, kgakololo ya me ba e ganela ruri; ba nyatsa kgalemo yotlhe ya me.

Proverbs 8:17

Ke rata bone ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tlaa mpona.

Proverbs 28:9

Yo o ithuhulang, gore a se utlwe molao, le e leng one morapelo wa gagwe ke sefedisapelo fela.

Ecclesiastes 5:2

O se ka wa phamoga ka molomo, mme a pelo ya gago e se nne bonako go bua sengwe fa pele ga Modimo; gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng; mme ke gone, a mafoko a gago a nne makhutshwane.

Isaiah 1:14-16

Mowa wa me o ila go rogwa ga dikgwedi tsa lona; le mediro ya lona e e laotsweng; ke letshwenyo mo go nna; ke lapile go di rwala. “E tlaa re lo huporolola diatla tsa lona ke tlaa lo ipipela matlho; ee, e tlaa re lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke utlwa; diatla tsa lona di tladikilwe madi thata. Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula.

Isaiah 8:17

Ke tlaa lebelela Jehofa yo o subelang ntlo ya ga Jakobe sefatlhogo sa gagwe, ke tlaa mo lebelela.

Isaiah 26:9

Ke go eleditse bosigo ka mowa wa me; ee, ka mowa wa me o o mo teng ga me ke tlaa go senka ka maphakela; gonne e a re fa ditshiamiso tsa gago di le mo lefatsheng, banni ba lefatshe ba tle ba ithute tshiamo.

Isaiah 30:19

Gonne batho ba tlaa aga mo Sione kwa Jerusalema; ga o ketla o tlhola o lela; ruri o tlaa nna pelotshweu go wena, a utlwa lentswe la pitso ya gago; o tlaa re a utlwa a go arabe.

Isaiah 40:31

mme ba ba lebelelang mo go Jehofa ba tlaa šafatsa thata ya bone; ba tlaa tlhatloga ka diphuka jaaka bontswi ba batona; ba tlaa siana ba sa lape; ba tlaa tsamaya ka dinao, ba sa idibale.

Isaiah 55:6

“Batlang Jehofa a sa ntse a ka bonwa; mmitseng a sa ntse a le gaufi.

Isaiah 56:7

ba le bone ke tlaa ba lere mo thabeng ya me e e boitshepo, ke ba jesa monate mo ntlong ya me ya thapelo; ditshupelo tsa bone tsa phiso, le ditlhabelo tsa bone, di tlaa amogelwa mo sebesong sa me; gonne ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya borapelelo jwa ditšhaba tsotlhe.

Isaiah 58:5-6

A ke gone go ikitsa go ja mo ke go lopileng? A ke letsatsi la motho go ipatika mowa wa gagwe? A ke go ikoba tlhogo fela jaaka mophutlo, le go ikalela letsela la kgetse le molora tlase ga gagwe? A golo mo, o tlaa go raya o re: Ke go ikitsa go ja, o ba o re: Ke letsatsi le le lebosegang mo go Jehofa? “A go ikitsa go ja mo ke go lopileng a ga se gone mo? E bong go golola dikgolego tsa boikepo, le go hunolola dikgole tsa jokwe, le go leseletsa bapatikwi go tsamaya fela, le gore lo robe dijokwe tsotlhe?

Isaiah 59:2

Maikepo a lona a lomologantse fa gare ga lona le Modimo wa lona; le maleo a lona a lo subetse sefatlhogo sa one gore a gane go utlwa.

Isaiah 65:1

“Go bodiwa ka ga me ke bone ba ba se kang ba ntshenka gale; ke bonwa ke ba ba se kang ba mpatla; ke reile morafe o o no o sa bidiwa ka leina la me, ka re: ‘Ke fano, ke fano!’

Isaiah 65:24

Go tlaa dirafala go re, pele ba e se ba bitse, ke tlaa araba; mme ba tlaa re ba sa ntse ba bua ke utlwe.

Jeremiah 11:11-12

Ke gone ka moo, go bua jaana Jehofa, a re: ‘Bonang, ke tlaa tlisa bosula mo go bone, jo ba se ketlang ba nonofa go falola mo go jone; ba tlaa goela kwa go nna, mme ga nketla ke ba reetsa. Foo metse ya Juta le banni ba Jerusalema ba tlaa ya ba goela kwa medimong e ba e isetsang maswalo; mme ga e ketla e ba boloka gope mo motlheng wa pitlagano ya bone.

Jeremiah 29:11-14

gonne ke a e itse megopolo e ke e gopolang ka ga lona,” go bua Jehofa, “megopolo ya kagiso, e seng ya bosula, go lo naya tsholofelo mo motlheng wa lona wa bofelo. Lo tlaa mpitsa, lo tlaa ya lo nthapela, mme ke tlaa lo reetsa. Lo tlaa mpatla, mme lo tlaa mpona, mogang lo mpatlang ka pelo yotlhe ya lona. Ke tlaa bonwa ke lona, go bua Jehofa, botshwaro jwa lona ke tlaa bo sokolola; ke tlaa lo phutha kwa merafeng yotlhe, le kwa mafelong otlhe kwa ke lo leleketseng teng, go bua Jehofa; ke tlaa ba ke lo lere felong fa ke laoletseng gore lo tsewe teng lo isiwe botshwarong.”

Jeremiah 33:3

Mpitsa, mme ke tlaa go araba, ke go supetsa dilo tse dikgolo, le tse di thata tse o sa di itseng.

Jeremiah 36:6-7

Ke gone a go ye wena, mme o bale mafoko a ga Jehofa a a mo momenong o o o kwadileng, o a tsaya mo molomong wa me, o a bale mo ditsebeng tsa batho mo ntlong ya Jehofa, ka letsatsi la go ikitsa go ja; le gone o a bale mo ditsebeng tsa Bajuta botlhe ba ba tswang mo metseng ya bone. E ka tla ya re gongwe ba isa mekokotlelo ya bone fa pele ga Jehofa, mme ba boe mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula; gonne bogale jwa ga Jehofa bo bogolo, le tšararego ya gagwe e o e buileng ka ga batho ba.”

Jeremiah 50:4-5

“E tlaa re mo metlheng eo, le ka lobaka loo,” go bua Jehofa, “bana ba Iseraele ba tlaa tla, bone le bana ba Juta mmogo; ba tlaa etla ba lela, mme ba tlaa batla Jehofa Modimo wa bone. Ba tlaa botsa ka ga Sione ba lebile teng, ba re: ‘Tlang, lo ikopanye le Jehofa ka kgolagano e e sa khutleng, e e se ketlang e lebalwa.’

Lamentations 3:25-26

Jehofa o molemo mo go ba ba mo lebelelang, le mo moweng o o mmatlang. Go molemo gore motho a solofele a be a lebelele poloka ya ga Jehofa a iketlile fela.

Lamentations 3:41

A re tsholeletseng Modimo mo magodimong dipelo di na le diatla tsa rona.

Ezekiel 8:15-18

Foo a nthaya a re: “A o bonye selo se morwa motho? O tlaa ba o bona tse di makgapha tse dingwe gape tse di gaisang tse.” Mme a nkisa mo lwapeng lwa kwa teng lwa ntlo ya ga Jehofa, mme bonang, fa mojakong wa tempele ya ga Jehofa, fa gare ga mokatako le sebeso, ga bo go le banna e ka ne e le 25, ba hularetse tempele ya ga Jehofa, ba lebile ntlheng ya botlhabatsatsi; mme ba bo ba obamela letsatsi ba lebile kwa botlhabatsatsi. Foo a nthaya a re: “A o bonye selo se, morwa motho? A ke selo se se motlhofo mo go ba ntlo ya Juta fa ba dira tse di makgapha tse ba di dirang mono? Gonne ba tladitse lefatshe ka thubakano, ba menogetse gape go ntlhotlheleletsa bogaleng. Mme bonang ba ipaya kala ya setlhare fa nkong. Ke gone ka moo le nna ke tlaa dirang ka tšararego; leitlho la me ga le ketla le rekegela, le gone ga nketla ke tlhomoga pelo; mme le fa ba goa mo tsebeng tsa me ka kgoo e kgolo, le fa go ntse jalo ga nketla ke ba utlwa.”

Daniel 2:21-23

O fetola metlha le dipaka; o tlose dikgosi, o bo o tlhome dikgosi; o neye batlhale botlhale; le kitso o e neye ba ba itseng tlhaloganyo. O senole dilo tse di boteng le tse di sa itsiweng; o itse se se mo lefifing, le lesedi le agile nao. Ke a go leboga, ke a go baka, Modimo wa borraetsho, o o nneileng botlhale le nonofo, gompieno o nkitsisitse se re se go lopileng; gonne o re itsisitse selo se sa kgosi.”

Daniel 6:7-9

Ditlhogo tsotlhe tsa bogosi, le balaodisiwa, le dikgosana, le bagakolodi, le balaodi ba gakololanye mmogo go tlhoma molao wa segosi, le gore go dirwe kiletso e e thata ya go re: Le fa e le mang yo o tlaa rapelang modimo mongwe, le fa e le motho mongwe, ka malatsi a le 30, fa e se wena kgosi fela, a latlhelwe mo mongobong wa ditau. Jaana kgosi, tlhomamisa kiletso, mme o kwale leina la gago mo lokwalong lo, gore lo se ka lwa fetolwa ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.” Ke gone kgosi Dario o ne a kwala leina la gagwe mo lokwalong, le mo kiletsong.

Daniel 6:10-13

E rile Daniele a itse fa lokwalo lo beilwe leina, a tsena mo ntlong ya gagwe; jaana diipone tsa ntlwana ya gagwe di ne di bulegile, tse di ntlheng e e lebileng Jerusalema; mme a khubama ka mangole gararo ka letsatsi, a rapela, a leboga fa pele ga Modimo wa gagwe, jaaka a ne a tle a dire gale. Foo banna bao ba phuthega, ba fitlhela Daniele a dira morapelo le mokokotlelo fa pele ga Modimo wa gagwe. Foo ba atamela, mme ba bua fa pele ga kgosi ka ga kiletso ya kgosi; ba re: “A ga o a kwala leina la gago mo kiletsong, gore mongwe le mongwe yo o tlaa rapelang modimo mongwe kgotsa motho, go ise go fete malatsi a le masome mararo, fa e se wena kgosi, a latlhelwe mo mongobong wa ditau?” Kgosi ya ba fetola ya re: “Ke boammaaruri fela ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.” Foo ba fetola kgosi ba re: “Daniele yo, yo e leng wa bana ba botshwaro jwa Juta, ga a go tlhokomele, kgosi, le fa e le kiletso e o e beileng leina la gago, mme o dira morapelo wa gagwe gararo ka letsatsi.”

Daniel 9:3-5

Ka lebisa sefatlhogo sa me kwa go Morena Modimo, go batla ka morapelo le mekokotlelo, ka go ikitsa go ja, le ka letsela la kgetse, le ka melora. Ka rapela Jehofa Modimo wa me, ka ipolela, ka re: “Morena, Modimo o mogolo le o o boitshegang, yo o tshegetsang kgolagano le boutlwelobotlhoko le ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaolo tsa gagwe. Re leofile; re dirile ka bokgopo, re ikepile, re tsuolotse, re fapogile dikaelo tsa gago le dikatlholo tsa gago.

Daniel 9:17-19

Ke gone jaana Modimo wa rona, utlwa morapelo wa motlhanka wa gago, le mekokotlelo ya gagwe, mme o phatsimise sefatlhogo sa gago mo felong ga gago ga boitshepo mo go swafetseng ka ntlha ya Morena. Ao Modimo wa me, sekega tsebe, mme o utlwe; buduloga matlho, mme o bone ditshwafalo tsa rona, le motse o o bidiwang ka leina la gago; gonne ga re ise mekokotlelo ya rona fa pele ga gago ka ntlha ya ditshiamo tsa rona, fa e se ka ntlha ya mautlwelobotlhoko a gago fela a magolo. Morena, a ko o utlwe; Morena, a ko o itshwarele; Morena, reetsa o dire; o se ka wa diega; ka ntlha ya gago, Modimo wa me, ka go bo motse wa gago o, le batho ba gago ba bidiwa ka leina la gago.”

Daniel 9:20-23

E rile ke sa ntse ke bua, ke rapela, ke ipolela boleo jwa me le boleo jwa batho ba gaetsho Baiseraele, ke isa mokokotlelo wa me fa pele ga Jehofa Modimo wa me ka ga thaba e e itshepileng ya Modimo wa me; ee, ya re ke sa ntse ke bua mo morapelong, monna yoo Gaberiele, yo nkileng ka mmona mo ponatshegelong mo tshimologong, ka a fofisitswe ka bofefo, a nkama e ka ne e le ka lobaka lwa seromololo sa maitseboa. Mme a ntlhaloganyetsa, a bua le nna, a re: “Daniele, ke tsile go go dira setswerere mo tlhaloganyong. E rile mo tshimologong ya mekokotlelo ya gago taolo ya tswa, mme ke tsile go go bolelela; gonne o ratwa thata; ke gone o akanye selo se, mme o tlhaloganye ponatshegelo.

Daniel 10:2-3

Ya re mo metlheng eo, nna Daniele ka bo ke le mo khutsafalong ka dibeke di le tharo tse di tletseng. Ga ke a ka ka ja dijo dipe tse di monate, le gone nama le bojalwa jwa mofine ga di a ka tsa tsena mo ganong la me, le gone ga ke a ka ka tlola gope, ga tsamaya dibeke tse tharo tse di tletseng tsa feta.

Daniel 10:10-15

Mme bonang, seatla sa nkama, sa nkhubamisa ka mangole, le ka dikhuti tsa diatla tsa me fa fatshe. Mme a nthaya, a re: “Daniele, wena monna yo o ratwang thata, tlhaloganya mafoko a ke a buang nao, mme o eme o thokgame; gonne ke le fano ke romilwe mo go wena.” Ya re a sena go bua lefoko le le nna, ka ema ke roroma. Foo a nthaya, a re: “O se ka wa boifa, Daniele, gonne e sa le ka tsatsi la ntlha le o ineetseng ka lone go tlhaloganya, le go ikisa tlase fa pele ga Modimo wa gago, mafoko a gago a utlwilwe; mme ke tsile ka ntlha ya mafoko a gago. Kgosana ya bogosi jwa Peresia ya ganela le nna ka malatsi a le 21, mme bona, Mikaele, mongwe wa dikgosana tse dikgolo, a tla go nthusa; mme ka sala teng le dikgosi tsa Peresia. Jaana ke tsile go go tlhaloganyetsa se se tlaa dirafalelang batho ba gaeno mo metlheng ya bofelo; gonne ponatshegelo e sa na le malatsi a le mantsi.” Ya re a sena go bua le nna ka fa mafokong a, ka digela matlho a me fa fatshe, ka nna semumu fela.

Hosea 5:15

“Ke tlaa ya ke boela felong ga me, go tle go tsamaye ba ipolele molato wa bone, mme ba batle sefatlhogo sa me; mo pitlaganong ya bone ba tlaa mpatla ka tlhoafalo.”

Joel 1:14

Itshepiseng go ikitsa go ja, kuang modiro o o masisi, phuthang banna bagolo, le banni botlhe ba lefatshe, lo ba phuthele mo ntlong ya ga Jehofa Modimo wa lona, mme lo biletse kwa go Jehofa.

Joel 2:12-13

“Le gompieno,” go bua Jehofa, “retologelang mo go nna ka pelo yotlhe, le ka go ikitsa go ja, le ka go lela, le ka go hutsafala.” Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo, lo retologele mo go Jehofa Modimo wa lona, gonne o pelontle, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko, mme o tle a ikwatlhaele bosula.

Jonah 2:1-2

Foo Jona a rapela Jehofa Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya leruarua. A re: “Ka ntlha ya pitlagano ya me ka biletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba, ka goa ke le mo mpeng ya Bobipo, mme wa utlwa lentswe la me.

Jonah 2:7

E rile mowa wa me o idibala mo teng ga me, ka gakologelwa Jehofa; morapelo wa me wa ya go tsena kwa go wena, mo tempeleng ya gago e e boitshepo.

Jonah 3:5-10

Mme batho ba Ninefe ba dumela Modimo; mme ba laola gore go ikidiwe dijo; ba apara letsela la kgetse go simolola ka yo mogolo mo go bone, go ya fela kwa go yo mmotlana mo go bone. Mafoko ao a ya a fitlha kwa kgosing ya Ninefe, mme ya nanoga mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola kobo ya yone e tona, ya apara letsela la kgetse, ya dula mo moloreng. Ya opa mokgosi, ya kua mo motseng otlhe wa Ninefe ka taolo ya kgosi le ya bagolwane ba yone, go twe: “A go se nne motho ope yo o isang sepe mo ganong, le fa e le setshedi sa matlhape, le fa e le sa letsomane; a di se hule le fa e le go nwa metsi. A go ikhurumediwe ka letsela la kgetse, motho le setshedi, mme go goelediwe Modimo ka thata, ee, a mongwe le mongwe a sokologe mo tseleng ya gagwe e e bosula, le mo thubakong e e mo diatleng tsa bone. E mang yo o itseng gore, a Modimo ga o ketla o sokologa o ikwatlhaya, o boa mo bogaleng jwa one jo bo gaketseng, gore re se ka ra swa?” Mme Modimo wa bona ditiro tsa bone, gore ba sokologile mo tseleng ya bone e e bosula; mme Modimo wa ikwatlhaela bosula jo o rileng o tlaa bo ba direla; wa se ka wa bo dira.

Micah 3:4

Foo ba tlaa goela kwa go Jehofa, mme ga a ketla a ba araba; ee, o tlaa ba subela sefatlhogo sa gagwe mo motlheng oo, ka fa ba dirileng bosula ka teng mo ditirong tsa bone.

Micah 7:7

Mme ka ga, me, ke tlaa leba kwa go Jehofa; ke tla lebelela. Modimo wa poloko ya me; Modimo wa me o tlaa nkutlwa.

Zephaniah 2:3

Batlang Jehofa, lona bakgobaladi botlhe ba lefatshe; ba lo dirileng katlholo ya gagwe; batlang tshiamo, batlang kgobalalo; e ka tla ya re gongwe lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.

Zechariah 7:5

“Bua le batho botlhe ba lefatshe le baperesiti, o re: E rile lo ikitsa go ja lo hutsafala ka kgwedi ya botlhano le ka kgwedi ya bosupa, e bong ka dinyaga tse di 70 tse, a lo kile lwa ikitsa go ja ka ntlha ya me, nna, e bong nna?

Zechariah 8:21-22

Banni ba motse mongwe ba tlaa ya kwa go ba o mongwe, ba re: ‘A re itlhaganeleng re yeng go lopa tlhogonolofatso mo go Jehofa, le go batla Jehofa wa masomosomo; le nna ke tlaa ya.’ Ee, ditšhaba di le dintsi le merafe e e thata e tlaa tla go batla Jehofa wa masomosomo mo Jerusalema, le go batla tlhogonolofatso ya ga Jehofa.”

Zechariah 13:9

Kgaogano ya boraro ke tlaa e ralatsa molelo, ke tlaa ba itshekisa jaaka selefera se tle se itshekisiwe, ke tlaa ba leka jaaka gouta e tle e lekwe, ba tlaa bitsa leina la me, mme ke tlaa ba utlwa; ke tlaa re: ‘Ke batho ba me;’ le bone ba tlaa re: ‘Jehofa ke Modimo wa me.’ ”

Matthew 4:2

E rile a sena go ikitsa go ja ka malatsi a le 40, le masigo a le 40, morago a tloga a bolawa ke tlala.

Matthew 5:44

mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang;

Matthew 6:5-8

“Mme e re fa lo rapela lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi; gonne bone ba rata go rapela ba eme mo matlong a thuto, le fa makopanelong a mebila gore ba bonwe ke batho. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba e amogetse. Mme wena, e re fa o rapela, o tsene mo ntlwaneng ya gago e e kwa teng, o re o sena go tswala, o rapele Rraago yo o mo sephiring, mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela. “Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela fela jaaka Baditšhaba ba tle ba dire; gonne ba gopola gore ba tlaa utlwiwa ka ntlha ya go bue bobe ga bone. Ke gone se nneng jaaka bone; gonne Rraeno o itse dilo tse lo di tlhokang lo ise lo di mo lope.

Matthew 6:9-13

Ke gone lo rapele lo re: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Re neye gompieno sejo sa rona sa letsatsi. Mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona. O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)

Matthew 6:16-18

“Le gone gape, e re fa lo ikitsa go ja, lo se ka lwa itlhontsha difatlhogo jaaka baitimokanyi; ka gobo bone ba itlhontsha difatlhogo, gore ba bonwe ke batho jaaka ba ikiditse go ja. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse. Mme wena, e re fa o ikitsa go ja, o itlotse tlhogo, o tlhape mo sefatlhogong; gore o se bonwe ke batho fa o ikiditse go ja, fa e se ke Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.

Matthew 6:31-33

“Ke gone se itlhobaeleleng lwa re: ‘Re tlaa ja eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa nwa eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa apara eng?’ Gonne Baditšhaba ba batla tsone dilo tsotlhe tseo; gonne Rraeno wa legodimo o a itse fa lo tlhoka dilo tse tsotlhe. Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.

Matthew 7:7-11

“Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o lopang o a amogela; le yo o batlang o a bona; mme go bulelwe yo o kgwanyakgwanyang. Kgotsa go na le monna ofe mo go lona yo e ka reng fa morwawe a mo lopa senkgwe, a mo naya lentswe? Kgotsa fa a lopa tlhapi, a mo naya noga? Ke gone fa e le gore lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa naya ba ba mo lopang dilo tse di molemo?

Matthew 9:14-15

Foo ga tla kwa go ene barutwa ba ga Johane ba re: “Ana rona le Bafarisai re tle re ikeletseng go ja gantsi, mme barutwa ba gago ga ba ikitse go ja?” Jesu a ba raya a re: “A bagwe ba ka lela fa monyadi a sa ntse a na nabo? Metlha e tlaa tla e monyadi o tlaa tlosiwang mo go bone ka yone, ke gone ba tlaa ikitsang go ja.

Matthew 11:25

E rile ka lobaka loo Jesu a bua a re: “Ke a go leboga Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme wa di senolela banyana ba bannye.

Matthew 14:23

Ya re a sena go phatlalatsa batho, a tlhatlogela mo thabeng kwa thoko, a ya go rapela; mme ya re go nna maabanyane a bo a le teng a le esi.

Matthew 18:19-20

Gape, ke a lo raya: E tlaa re fa ba le babedi ba lona ba dumalanye mo lefatsheng ka ga sengwe fela se ba tlaa se lopang, ba tlaa se direlwa ke Rre yo o kwa legodimong. Gonne kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegileng gone, ka leina la me, foo nna ke gone mo gare ga bone.”

Matthew 21:21-22

Mme Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri ke a lo raya: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo tlaa dira, e seng mo go diretsweng setlhare se sa mofeige go le gosi, mme le fa lo ka raya thaba e, lwa re: ‘Manologa, o thabuegele mo lewatleng!’ Go tlaa dirala. Le gone dilo tsotlhe tse lo di lopang mo thapelong, ka go dumela, lo tlaa di amogela.”

Matthew 26:27

Mme a tsaya senwelo, a leboga, a se ba naya a re: “Nwang lotlhe ga sone;

Matthew 26:36-42

Foo Jesu a tla nabo kwa felong fa go tweng Gethesemane, mme a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo dule fa, ka nna ke ya fale, ke ya go rapela.” Mme a tsaya Petere le bomorwa Sebete boo babedi a ya nabo, mme a simolola go hutsafala le go huduega mo go botlhoko. Foo a ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata, e le mo go isang losong fela; nnang fa, lo lebelele le nna.” Mme a ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re: “Rra we, fa go ka nna jalo, a senwelo se, se mphete, le fa go ntse jalo, e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.” A tla barutweng, a ba fitlhela ba robetse, mme a raya Petere, a re: “Ao! A lo ne lo sa ka ke lwa lebelela le nna ka lobakanyana fela? Lebelelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.” Gape a tsamaya lwa bobedi, a rapela, a re: “Rra we, fa senwelo se, se sa ka ke sa feta fa ke sa se nwe, a go rata ga gago go dirafale.”

Matthew 27:51

Mme bonang, sesiro sa tempele sa gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la roroma; le mafika a phatloga;

Mark 1:35

Ya re ka moso ka makuku a mantsho, a tsoga, a tswa, a ya kwa nageng mo bojosing, mme a rapela teng.

Mark 2:18-20

Barutwa ba ga Johane le Bafarisai ba bo ba ikiditse dijo; mme ba tla ba mo raya ba re: “Ana fa e bo ne ne barutwa ba ga Johane le barutwa ba Bafarisai ba ikitsa go ja, mme barutwa ba gago ba sa ikitse go ja, ke ka ntlha yang?” Jesu a ba raya a re: “A bagwe ba ka ikitsa go ja monyadi a sa ntse a na nabo? E a re monyadi a sa ntse a na nabo, boo ba sa ka ke ba ikitsa go ja. Mme metlha e tlaa tla e monyadi o tlaa tlosiwang mo go bone ka yone; foo ba tlaa ikitsa go ja mo motlheng oo.

Mark 6:46

Ya re a sena go dumedisanya nabo, a tlhatlogela mo thabeng, a ya go rapela.

Mark 9:23-24

Jesu a mo raya a re: “Wa re: ‘Fa o nonofile!’ Aitse dilo tsotlhe di ka diralela yo o dumelang.” Foo rra ngwana a goa a re: “Ke a dumela; thusa go tlhoka go dumela ga me.”

Mark 9:29

A ba raya a re: “O o ntseng jaana ga o ka ke wa tswa ka sepe, fa e se ka thapelo, (le ka go ikitsa go ja).”

Mark 11:23-24

Ammaaruri ke a lo raya, le yo o tlaa rayang thaba e, a re: ‘Manologa o thabuegele mo lewatleng;’ fa a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela fa se o se buang se tlaa dirala; o tlaa se bona. Ke gone ke lo rayang ke re, dilo tsotlhe tse lo di rapelelang lo di lopa, lo dumela fa lo di amogetse, mme lo tlaa di bona.

Mark 11:25-26

E tle e ne e re lo ema lo rapela, fa mongwe a le molato le lona lo mo itshwarele; gore Rraeno yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. ( Fa lona lo sa itshwarele, le gone Rraeno yo o kwa legodimong ga a ketla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.)”

Mark 14:32-38

Ba tla felong fa go bidiwang Gethesemane; mme a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo dule fa, ka ke sa ntse ke rapele.” A tsaya Petere, Jakobe le Johane, a ya nabo, mme a simolola go tseana thata, le go fuduega mo go botlhoko. A ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata, e le mo go isang losong fela; lo nne fa, lo lebelele.” A ya fa pelenyana, a wela fa fatshe, a rapela gore, fa go ka nna jalo, nako eo e mo fete. A re: “Ntata, Rra, dilo tsotlhe di ka dirafala mo go wena; tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.” Mme a tla, a ba fitlhela ba robetse, a raya Petere a re: “Simone, a o robetse? A o ne o sa ka ke wa lebelela ka lobakanyana fela? Lebelelang lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”

Mark 15:38

Mme sesiro sa tempele sa garoga ka bogare, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase.

Luke 1:37

Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.”

Luke 2:37-38

A bo a ntse botlholagadi ka dinyaga e ka ne e le di le 84, yo o sa tlogeleng tempele, a direla Modimo ka go ikitsa go ja le ka mekokotlelo bosigo le motshegare. A tla fela ka lobaka loo, a leboga Modimo, a bua ka ga gagwe le batho botlhe ba ba lebeletseng thekololo ya Jerusalema.

Luke 3:21

Jaana e rile batho botlhe ba sena go kolobediwa, ya re Jesu le ene a kolobediwa, a rapela, legodimo la atlhamologa.

Luke 4:2

a ntse a raelwa ke diabolo ka malatsi a 40. A se ka a ja sepe mo malatsing ao; mme a sena go feta, morago a bolawa ke tlala.

Luke 5:16

Mme ene a ngongwaelela a tswa a ya kwa gare ga naga go rapela.

Luke 5:33-35

Ba mo raya ba re: “Ana barutwa ba ga Johane ba ikiletsang go ja gantsi, ba dira mekokotlelo, le ba Bafarisai jalo; mme ba gago ba a ja ba nwa fela?” Jesu a ba raya a re: “A lo ka kgona bagwe go ikitsa go ja fa monyadi a sa ntse a na nabo? Metlha e tlaa tla; e tlaa re monyadi a sena go tlosiwa mo go bone, e dire gone ba tlaa ikitsang go ja mo metlheng eo.”

Luke 6:12

Mme ya re mo metlheng eo ga dirala gore a tswa a ya kwa thabeng, a ya go rapela; mme a lala a rapela Modimo bosigo jotlhe.

Luke 6:27-28

“Ke raya lona ba lo utlwang ke re, ratang baba ba lona, ba ba lo ilang lo ba direle molemo. Lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo gobololang.

Luke 9:28-29

Ga dirala ya re e ka ne e le malatsi a 8 morago ga mafoko a, a tsaya Petere, le Johane le Jakobe, a tlhatlogela mo thabeng, a ya go rapela. Ya re a sa ntse a rapela, tshwano ya sefatlhogo sa gagwe ya fetoga, le diaparo tsa gagwe tsa sweufala, e le bosweu jo bo fatlhang.

Luke 11:1-4

Ga dirala, ya re a rapela felong gongwe, ya re a khutla, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Morena, re rute go rapela, jaaka Johane le ene a ne a ruta barutwa ba gagwe.” A ba raya a re: “E re fa lo rapela lo re: “ ‘Rra, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle. Re neye ka letsatsi lengwe le lengwe sejo sa letsatsi. O re itshwarele dibe tsa rona; gonne le rona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona. O se re gogele mo thaelong.’ ”

Luke 11:5-8

A ba raya a re: “Ke ofe wa lona yo o ka reng a na le tsala, mme a ya kwa go ene gare ga bosigo, a mo raya a re: ‘Tsala, nkadima dinkgwe di le tharo; gonne tsala ya me e nkgorogetse, e tswa loetong, mme ga ke na sepe se nka se mo fang;’ mme yole yo o kwa teng a ka mo fetola a re: ‘Se ntshwenye; go setse go tswetswe, le bana ba me ke na nabo mo bolaong; ga nka ke ka tsoga ka go naya?’ Ke a lo raya, le fa a gana go tsoga a mo naya, ka gobo e le tsala ya gagwe, le fa go ntse jalo, ka ntlha ya kemelelo ya gagwe o tlaa tsoga a mo naya ka fa o tlhokang ka teng.

Luke 11:9-13

“Ke lo raya ke re: Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa. “Gonne mongwe le mongwe yo o lopang, o a amogela; le yo o batlang o a bona; le yo o kgwanyakgwanyang o tlaa bulelwa. Ke ofe wa lona yo o ka reng e le rrabana, mme fa morwawe a mo lopa senkgwe, o ka mo naya lentswe? Kgotsa fa a lopa tlhapi, o ka mo naya noga mo boemong jwa tlhapi? Gongwe fa a lopa letsae a o ka mo naya phepheng? Ke gone, fa lona lo le bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo; bogolo jang Rraeno wa legodimo o tlaa naya ba ba mo lopang Mowa o o Boitshepo.”

Luke 12:36-37

le lona lo nne jaaka batho ba ba lebeletseng morena wa bone, fa a boa kwa modirong wa nyalo; gore e tle e re a tla a kgwanyakgwanya, ba mmulele ka bofefo. Go sego batlhanka bao, ba e tlaa reng morena wa bone a tla, a ba fitlhele ba lebeletse; ammaaruri, ke a lo raya, o tlaa ikokwaela, a ba dudisa go ja, mme o tlaa tla a ba neela dijo.

Luke 18:1-8

A bua setshwantsho nabo, sa gore batho ba tshwanetse go rapela ka metlha yotlhe, ba sa ngosele. A re: “E kile ya re mo motseng mongwe, ga bo go le moatlhodi yo o sa boifeng Modimo, le motho, a sena sepe nae. Ga bo go le mosadi wa motlholagadi mo motseng oo; a nna a ya kwa go ene gantsi a re: ‘Ntsheka mo go yo o mpatikang.’ Mme a nna a gana ka lobaka; mme ya re kwa morago a ithaya a re: ‘Le fa ke sa boife Modimo, le motho ke sa mo re sepe; le fa go ntse jalo, e re ka motlholagadi yo a ntshwenya, ke tlaa mo sekela, gore a se ka a mphatlola tlhogo ka go boaboa ga gagwe.’ ” Morena a re: “Utlwang se moatlhodi yo o sa siamang o se buang. Mme Modimo one, a ga o ketla o sekela ba e leng baitshenkedwi ba one, ba ba goelang kwa go one motshegare le bosigo, mme o bile o pelotelele ka ga bone. Ke a lo bolelela, o tlaa ba sekela ka bonako. Le fa go ntse jalo e tlaa re Morwa Motho a tla, a o tlaa fitlhela tumelo mo lefatsheng?”

Luke 18:10-14

“Banna ba le babedi ba kile ba ya tempeleng, ba ya go rapela; mongwe e le Mofarisai yo mongwe e le mokgethisi. “Mofarisai a ema a ithapelelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka gobo ke sa nna jaaka batho ba bangwe, ba le baikgagapeledi, le basiamolodi le ba boaka, kgotsa jaaka mokgethisi yo. Ke tle ke ikitse go ja gabedi ka beke nngwe le nngwe; le sa bosome sa tsotlhe tse ke di bapalang ke se ntshe.’ “Mme mokgethisi ene, a emela kwa kgakala, le e leng matlho a se ka a a lelaletsa legodimong, a ititaya sehuba a re: ‘Modimo, nkutlwela botlhoko, nna yo ke leng moleofi.’ Ke a lo bolelela, monna yo o fologetse kwa ntlong ya gagwe a siamisitswe bogolo go yo mongwe, gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.”

Luke 21:36

Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.”

Luke 22:32

mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e se tlhaele; le wena o re o sena go sokologa, o tle o thatafatse bakaulengwe ba gago.”

Luke 22:40-46

Ya re a fitlha teng, a ba raya a re: “Rapelang, gore lo se tsene mo thaelong.” Mme a katogana nabo, e ka ne e le jaaka kwa lentswe le ka konopelwang teng; mme a khubama, a rapela a re: “Rra, fa e le go rata ga gago, tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo, e seng go rata ga me, mme a go rata ga gago go dirale.” Mme ga bonala moengele kwa go ene, a tswa legodimong, a mo thatafatsa. Mme ka a le mo tlalelong e e mahehe, a rapela ka tlhoafalo e kgolo; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a magolo a madi, a rothela fa fatshe. Ya re a khubamologa mo morapelong wa gagwe, a tla barutweng ba gagwe, mme a ba fitlhela ba robaditswe ke bohutsana, mme a ba raya a re: “Lo robaletseng? Tsogang, lo rapele gore lo se tsene mo thaelong.”

Luke 23:34

Mme Jesu a re: “Rra, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe, ba di laola ka bola.

Luke 23:45

Lesedi la letsatsi le ntse le fifala; mme sesiro sa tempele sa fatoga ka bogare.

John 6:11

Foo Jesu a tsaya dinkgwe; ya re a sena go leboga, a di abela batho ba ba dutseng; le tsone ditlhapi a di dira jalo, ka fa ba ratang ka teng.

John 8:47

Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; ke gone ka fa lo sa a utlweng ka gone, ka gobo lo se ba Modimo.”

John 9:31

Re a itse fa Modimo o sa utlwe baleofi; mme fa motho le fa e le mang e le moobamedi wa Modimo, a ba a dira go rata ga one, yoo o a mo utlwa.

John 10:3-4

Ene molebedi wa kgoro o a tle a mmulele; mme dinku di utlwe lentswe la gagwe; a bitse tse e leng dinku tsa gagwe ka maina, a di bolotse. E re a sena go bolotsa tse e leng tsa gagwe tsotlhe, a di etelele pele, dinku di mo sale morago; gonne di itse lentswe la gagwe.

John 10:16

Ke bile ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela.

John 10:27

Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshale morago;

John 11:41-43

Jalo ba tlosa letlapa. Mme Jesu a lelala a re: “Rara, ke a go leboga ka o nkutlwile. Ke ne ke itse fa o nkutlwa gale; mme ka bo ke buisiwa ke bontsi jwa batho jo bo emeng fa ba ntikanyeditse, ka re ba tle ba dumele fa o nthomile.” Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le le godileng a re: “Lasaro, tswa!”

John 14:13-17

Mme se lo tlaa se lopang, le fa e ka nna eng, ka leina la me, sone ke tlaa se dira, gore Rara a galalediwe mo go Morwawe. Fa lo ntopa sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira. “Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me. Mme ke tlaa rapela Rara, mme o tlaa lo naya Mogomotsi o sele, gore a nne le lona ka bosakhutleng, e bong Mowa wa boammaaruri, o lefatshe le sa ka keng la o tshola; gonne ga le o bone, ga le o itse; lona lo a o itse; gonne o ntse le lona, mme o tlaa nna mo go lona.

John 14:26

Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, yo Rara o tlaa mo romang ka leina la me, ene o tlaa lo ruta dilo tsotlhe; o tlaa lo gakolola tsotlhe tse ke di buileng le lona.

John 15:7

Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa.

John 15:16

Ga lo a ka lwa intshenkela; ke nna ke itshenketseng lona, mme ka lo laolela go ya go ungwa, le gore loungo lwa lona lo tlhomame; gore e tle e re se lo se lopang Rara, le fa e ka nna eng, ka leina la me, a se lo neye.

John 16:13

Le fa go ntse jalo, mogang one Mowa wa boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o ketla o ipuisa ka osi; mme dilo tse o di utlwang le fa e ka nna dife, ke tsone tse o di buang; mme o tlaa lo bolelela dilo tse di tlaa tlang.

John 16:23-24

“Mo letsatsing leo ga lo ketla lo mpotsa sepe. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo lopa Rara sengwe, o tlaa se lo naya ka leina la me. Ga lo ise lo ko lo lope sepe ka leina la me le gompieno; lopang, mme lo tlaa amogela, gore boitumelo jwa lona bo dirafale.

John 17:1-26

Jesu a bua dilo tse; mme a lelalela legodimong a re: “Rara, lobaka lo fitlhile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse; fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe, e tle e re bone ba o ba mo neileng le fa e ka ne e le mang, a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete. Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneetseng go e dira. Mme jaana, Rara, a ko o nkgalaletse nao, ka kgalalelo e ke neng ke ntse ke na nayo nao pele lefatshe le ise le nne. “Leina la gago ke le bontshitse batho ba o ba lomolotseng mo lefatsheng wa ba nnaya; e ne e le ba gago, mme wa ba nnaya, mme ba tshegeditse lefoko la gago. Jaanong ba a itse fa dilo tsotlhe fela tse o di nneileng di tswa kwa go wena; gonne mafoko a o a nneileng ke a neile bone; ba a tshotse, mme ba itsile fa ruri ke tswa kwa go wena, ba bile ba dumetse fa o nthomile. Ke a ba rapelela; ga ke rapelele lefatshe, fa e se bone ba o ba nneileng, gonne ke ba gago; dilo tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago, le tsa gago ke tsa me; mme ke galalediwa mo go tsone. Ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng, mme ke ya koo go wena. Rara yo o boitshepo, ba boloke ka leina la gago le o le nneileng, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona. Ke rile ke sa ntse ke nna nabo, ka ba boloka ka leina la gago le o le nneileng; ka ba femela, mme go se ka ga latlhega ope wa bone, fa e se ngwana wa tatlhego fela; gore lokwalo lo dirafale. Jaana ke ya koo go wena; mme dilo tse, ke di bua mo lefatsheng, gore boitumelo jwa me bo dirale mo go bone ka bosi. Ke ba neile lefoko la gago; mme lefatshe la ba ila, ka gobo ba se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe. Ga ke rapele gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba dibele mo go yo o bosula. Bone ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe. Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri. Jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke romile bone jalo mo lefatsheng. Ke a iitshepisa ka ntlha ya bone, gore le bone ka bosi ba itshepisiwe mo boammaaruring. “Le gone ga ke rapelele bone bosi, mme ke rapelela le ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone; gore ba nne bangwe fela botlhe; fela jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna mo go wena, gore le bone ba nne mo go rona, gore lefatshe le dumele fa o nthomile. Le kgalalelo e o e nneileng, ke e neile bone, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona re le mongwe fela. Nna mo go bone, le wena mo go nna, gore ba dirwe boitekanelo mo bongwefeleng; gore lefatshe le itse fa o nthomile, le gore o rata bone, fela jaaka o ratile nna. “Rara, ba o ba nneileng, ke rata gore kwa ke teng, le bone ka bo ke na nabo; gore ba bone kgalalelo ya me, e o e nneileng; gonne o nthatile pele ga tlholego ya lefatshe. Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le a ka la go itse, mme nna ke go itsile; le ba, ba itsile fa o nthomile. Ke ba itsisitse leina la gago, mme ke tlaa nna ke le ba itsise; gore lorato lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”

Acts 1:14

Botlhe ba, ba nnela ruri ka bongwe fela jwa pelo mo thapelong, ba na le basadi, le Maria mma Jesu, le bomonnawe Jesu.

Acts 2:1-4

E rile letsatsi la Pentekoste le setse le fitlhile, ba bo ba le mmogo botlhe fela mo felong go le gongwe fela. Ka tshoganetso ga tswa mosumo kwa legodimong, e kete wa sefefo se segolo se se tsubutlang, wa tlala ka ntlo e ba dutseng mo go yone. Ga bonala mo go bone diteme tse di patologanang, e kete tsa molelo; mme wa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. Mme botlhe ba tladiwa Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka dipuo di sele, ka fa Mowa o ba neelang molomo ka teng.

Acts 4:24

Bone ya re ba utlwa, ba tlhatloseletsa mantswe a bone gongwe kwa Modimong, ba re: “Morena, wena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go one;

Acts 4:31

E rile ba sena go rapela, felo fa ba phuthegetseng teng ga reketla; mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, mme ba nna ba bua lefoko la Modimo ka pelokgale.

Acts 8:15

ba e rileng ba fitlha ba ba rapelela gore ba amogele Mowa o o Boitshepo;

Acts 10:30-31

Mme Korenelio a re: “E rile maloba ka bo ke dira thapelo ya nako ya boraro maitseboa mo ntlong ya me; mme bonang, motho a ema fa pele ga me, a le diaparo tse di galalelang. A re: ‘Korenelio, thapelo ya gago e utlwilwe, le dikatso tsa gago di a gakologelwa fa pele ga Modimo.

Acts 12:5-7

Petere a tswalelwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme a direlwa thapelo ke phuthego ka tlhaofalo fa pele ga Modimo. E rile fa Herote a tlaa tloga a mo ntsha, Petere a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi sigong joo, a golegilwe ka diketane di le pedi, balebedi le bone ba le fa mojakong, ba disitse ntlo ya kgolegelo. Mme bonang, moengele wa Morena a ema fa go ene, le lesedi la phatsima mo ntlong ya kgolegelo; a batola Petere fa lotlhakoreng, a mo tsosa, a re: “Tsoga ka bonako.” Diketane tsa wa mo mabogong a gagwe.

Acts 13:3

Foo e rile ba sena go dira go ithiba mo dijong, le go rapela, le go ba baya diatla, ba ba naya tsela.

Acts 14:23

E rile ba sena go ba laolela bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe, le go rapela, ba ithibile mo dijong, ba ba neela Morena yo ba dumetseng mo go ene.

Acts 16:25-26

Mme ya re bosigogare, Paulo le Silase ba bo ba rapela, ba opelela Modimo difela, mme bagolegwi ba bangwe ba ntse ba reeditse; ba tshogana ka go nna thoromo e kgolo ya lefatshe, metheo ya ntlo ya kgolegelo ya ba ya tla ya reketla, le mejako yotlhe ya bulega ka bonako, le dikgole tsa botlhe tsa hunologa.

Acts 19:6

Ya re Paulo a sena go ba baya diatla, Mowa o o Botshepo wa tla mo go bone; mme ba bua ka dipuo di sele, ba ba ba perofesa.

Acts 20:36

E rile a sena go bua jalo, a khubama, a rapela nabo botlhe.

Acts 22:16

Jaana o diegelang? Nanoga, o kolobediwe, o itlhapise dibe, ka go bitsa leina la gagwe.’

Acts 27:35

Ya re a sena go bua jalo, a tshotse senkgwe, a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe, mme a se ngatha, a simolola go ja.

Romans 8:26-27

Mowa le one o thusa thetelelo ya rona ka mokgwa o o ntseng jalo; gonne ga re itse go rapela jaaka re tshwanetse; mme Mowa ka osi o re rapelela ka diphegelo tse di sa ka keng tsa buiwa; le ene yo o hukutsang dipelo o itse o e leng mogopolo wa Mowa, ka o rapelela baitshepi ka fa go rateng ga Modimo.

Romans 10:1

Bagaetsho, keletso ya pelo ya me, le thapelo ya me mo Modimong ka ga bone, ke gore ba bolokwe.

Romans 12:12

Lo itumele mo tsholofelong; lo nne pelotelele mo pitlaganong; lo nnele ruri mo thapelong;

Romans 14:6

Yo o tlotlang letsatsi, o le tlotlela Morena; le yo o jang fela, o jela Morena, gonne o leboga Modimo; le yo o sa jeng, o a ba a sa jele Morena, mme a leboge Modimo.

Romans 15:30

Jaana bagaetsho, ke a lo rapela ka Morena wa rona Jesu Keresete, le ka lorato lwa Mowa, gore lo tlhoafale mmogo le nna, lo nthapelele mo Modimong;

1 Corinthians 14:2

Gonne yo o tšhomang, ga a bue le batho, fa e se le Modimo; gonne ga go motho ope yo o mo utlwang; mme ka mowa o bua masaitsiweng.

1 Corinthians 14:4

Yo o tšhomang o a ikagelela; mme yo o ranolang o agelela phuthego.

1 Corinthians 14:13-19

Ke gone, a yo o tšhomang a rapele gore a ke a phutholole. Gonne fa ke rapela ka tšhomi, mowa wa me o a rapela, mme tlhaloganyo ya me ga e na sepe. Go ka tweng? Ke tlaa rapela ka mowa, ke ba ke rapela le ka tlhaloganyo, ke tlaa opela ka mowa, ke ba ke opela le ka tlhaloganyo. Fa o leboga ka mowa, yo o emeng mo bonnong jwa yo o sa rutegang, o tlaa bua jang a re: “Amen,” mo go lebogeng ga gago, ka a sa itse se o se buang? Le gale wena o leboga sentle, mme yo mongwe ga a agelelwe. Ke leboga Modimo, ke bua dipuo di sele bogolo go lona lotlhe. Le fa go ntse jalo, mo phuthegong, ke rata ka bua mantswe a le matlhano ka tlhaloganyo ya me, gore ke tle ke rute le ba bangwe, bogolo go go bua mantswe a le 10 000 ka dipuo di sele.

1 Corinthians 14:22-25

Ke gone ka re, dipuo di sele ke sesupo, e seng mo go ba ba dumelang, e leng mo go ba ba sa dumeleng; mme go ranola ke sesupo, e seng mo go ba ba sa dumeleng, e leng mo go ba ba dumelang. Ke gone, fa phuthego yotlhe e phuthegile, mme botlhe ba bua ka dipuo di sele, mme go tsena batho ba ba sa rutegang, le ba ba sa dumelang, a ga ba ketla ba re lo a tsenwa? Mme fa botlhe ba ranola, mme go tsena mongwe yo o sa dumeleng, kgotsa yo o sa rutegang, o tlhajwa ke botlhe, o sekisiwa ke botlhe; maoma a pelo ya gagwe a a senolwa; jalo o tlaa wela fa fatshe ka sefatlhogo, a obamela Modimo, a bolela fa Modimo o le mo go lona ruri.

1 Corinthians 14:27-28

E re fa go na le go buiwa ka tšhomi, a go bue ba le babedi kgotsa ba le bararo, e seng go fetisa mo; a ba bue ka go fapaana, mme a mongwe a phutholole. Fa go se na mophutholodi, a ba didimale fela mo phuthegong; a go ipolelele ene ka esi, le Modimo a bue le one.

1 Corinthians 14:39

Ke gone bagaetsho, lo tlhoafalele thata go ranola, mme lo se ka lwa itsa go bua ka dipuo di sele.

Ephesians 1:16-17

ke sa khutleng go lo lebogela, ke lo umaka mo merapelong ya me; gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, le Rara wa kgalalelo, a ke a lo neye mowa wa botlhale le wa tshenolelo mo kitsong ya one.

Ephesians 2:18

Gonne roo babedi, re na le katamelo ya rona kwa go Rara ka ene, ka Mowa o le mongwe fela.

Ephesians 3:20-21

Jaana one o o nonofileng go dira segolo thata bogolo go tsotlhe tse re di lopang le tse re di gopolang, ka fa nonofong e e dirang mo go rona, kwa go one, a go nne kgalaletso mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

Ephesians 5:19-20

Lo buisanye ka dipesalema, le difela, le dipina tsa semowa, lo bina, lo opela, lo kotekeletsa Morena ka dipelo tsa lona. Lo leboge Modimo, e bong Rara, ka metlha yotlhe, ka ga dilo tsotlhe mo ineng la Morena wa rona Jesu Keresete.

Ephesians 6:18

lo ntse lo rapela ka metlha yotlhe mo Moweng, ka thapelo yotlhe le kokotlelo, lo ntse lo nnetse gone ka botswelelo pele jotlhe, lo ntse lo kokotlelela baitshepi botlhe,

Philippians 1:3-4

Ke leboga Modimo wa me ka metlha yotlhe e ke lo gopolang ka yone. Ka metlha yotlhe mo merapelong yotlhe ya me ka ga lona, ke dira morapelo wa me ka boitumelo,

Philippians 1:9-11

Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong; gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete; ka go tladiwa maungo a tshiamo, a a leng kgalaletso le pako ya Modimo ka Jesu Keresete.

Philippians 4:6-7

Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo. Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.

Philippians 4:13-14

Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang. Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo ikopantse le nna mo pitlaganong ya me.

Philippians 4:19

Modimo wa me o tlaa lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, ka fa lohumong lwa one mo kgalalelong mo go Keresete Jesu.

Colossians 1:3

Re leboga Modimo Rra Morena wa rona Jesu Keresete; re lo rapelela ka metlha yotlhe.

Colossians 1:9

Ke gone ka moo le rona, e sa le ka letsatsi le re utlwileng ka lone, re sa khutleng go lo rapelela, le go lo lopela gore lo ke lo tladiwe ka kitso ya mo e leng go rata ga gagwe, mo botlhaleng jotlhe jwa semowa, le mo tlhaloganyong;

Colossians 4:2-3

Tswelelang ka tlhomamo mo thapelong, lo ntse lo lebeletse mo go yone ka go ntsha malebogo. Le rona lo bo lo ntse lo re rapelela gore Modimo o ke o re bulele kgoro ya lefoko, gore re bue bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo ke bileng, ke le mo dikgoleng ka ga jone;

Colossians 4:12

Epaferase yo e leng mongwe wa lona, e bile e le motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa, a ntse a lo tlhoafaletse ka metlha yotlhe mo merapelong ya gagwe, gore lo ke lo eme lo itekanetse, lo nne tlhomamo e e tletseng mo go rateng gotlhe ga Modimo.

1 Thessalonians 1:2

Re ntshetsa Modimo malebogo ka metlha yotlhe ka ga lona lotlhe, re ntse re lo umaka mo merapelong ya rona.

1 Thessalonians 5:16-18

Itumeleng ka metlha yotlhe; lo rapeleng ka go bisa go khutla; lebogang mo dilong tsotlhe; gonne mo ke go rata ga Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona.

1 Thessalonians 5:25

Bagaetsho, lo re rapelele.

2 Thessalonians 3:1

Sa bofelo, bagaetsho, lo re rapelele, gore lefoko la Morena le siane, le galalediwe, fela jaaka le ntse mo go lona,

1 Timothy 2:1-2

Ke gone, sa ntlha ke laya gore, a mekokotlelo, le merapelo, le merapelelo, le malebogo, a direlwe batho botlhe. A a direlwe dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo; gore re ke re tshele mo boiketlong le mo tidimalong ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.

1 Timothy 2:8

Ke gone, ke eletsa gore banna ba rapele mo felong gongwe le gongwe ba tsholeditse mabogo a a itshepileng, ka mo go se nang bogale le kgang.

1 Timothy 4:4-5

Gonne sebopiwa sengwe le sengwe sa Modimo se molemo, ga go sepe se se nang le go ganwa, fa se amogelwa ka tebogo; gonne se a bo se itshepisiwa ka lefoko la Modimo le ka thapelo.

1 Timothy 5:5

Aitse mosadi yo e leng motlholagadi ruri, a bile a tlogetswe a le mo paeng fela, tsholofelo ya gagwe e tlhomilwe mo Modimong, o tle a tswelele mo mekokotlelong le mo merapelong bosigo le motshegare.

2 Timothy 1:3

Ke leboga Modimo o ke sa leng ke o direla le mo go borraetsho ka segakolodi se se itshekileng, jaaka go go gopola ga me go sa khutle mo mekokotlelong ya me, bosigo le motshegare ke ntse ke tlhologeletswe go go bona,

Philemon 1:4

Ke leboga Modimo wa me ka metlha yotlhe, ke ntse ke go umaka mo merapelong ya me,

Hebrews 1:1-2

Modimo, o e rileng ka o buile le borara mo metlheng ya bogologolo ka baperofeti, ka mafoko mangwe le mangwe, le ka mekgwa mengwe le mengwe, o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene;

Hebrews 3:15

Ka go sa ntse go twe: “Gompieno, fa lo utlwa lentswe la one, se ikgwaralatseng pelo tsa lona jaaka mo kgakatsong.”

Hebrews 4:7

O bile o kaya letsatsi lengwe, ka o bua mo go Dafite, lobaka lo lo kalo lo sena go feta wa re: “Gompieno,” jaaka go builwe gale: “Gompieno fa lo utlwa lentswe la one, se kgwaralatseng dipelo tsa lona.”

Hebrews 4:16

Ke gone rona, a re atameleng setulo sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo, gore re tle re amogele boutlwelobotlhoko, re bone tshegofatso e e tlaa re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka one.

Hebrews 5:7-8

(E bong Jesu,) yo e rileng mo metlheng ya gagwe a le mo nameng, a sena go isa merapelo le mekokotlelo e e nang le selelo se setona, le dikeledi, kwa go ene yo o nonofileng go mo golola mo losong; ya re a sena go utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe; le fa a le ngwana, le fa go ntse jalo, a ithuta kutlo ka dilo tse o di bogileng.

Hebrews 10:19

Ke gone, bagaetsho, e re ka re na le tshosologo ya go tsena mo Felong ga Boitshepo ka madi a ga Jesu,

Hebrews 11:6

Mme kwa ntle ga tumelo go reteletse ruri go o kgatlha. Gonne yo o tlang Modimong o na le go dumela fa o le yo, e bile e le one moduedi wa ba ba o batlang.

Hebrews 13:15

Jalo a re nneng re isetse Modimo tshupelo ya pako ka ene ka metlha yotlhe, e bong loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe.

James 1:5-6

Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo o o nayang botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe; mme o tlaa bo newa. A a lope ka tumelo, a sa belaele sepe; gonne yo o belaelang o tshwana le makhubu a lewatle a a kgweediwang, a phailakwa ke phefo.

James 4:3

Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona.

James 4:8-10

Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela. Itloseng leswe mo diatleng, baleofi ke lona; lo intlafatse dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi. Ipatikeng, lo hutsafale, lo lele; a go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge pelo e botlhoko. Ingotlafatseng fa pele ga Morena, mme o tlaa lo goletsa.

James 5:13-18

A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a rapele. A mongwe o a itumela? A a opele pako. A mongwe mo go lona o a lwala? A a bitse bagolwane ba phuthego; mme a ba rapele fa go ene, ba mo tlotse lookwane mo ineng la Morena. Thapelo ya tumelo e tlaa boloka ene yo o lwalang, mme Morena o tlaa mo kakatlolola; fa a leofile, o tla go itshwarelwa. Ke gone lo ipolelelane dibe, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe. Mokokotlelo wa mosiami o thusa thata mo go direng ga one. Elija e ne e le motho yo o maikutlo a a tshwanang le a rona, mme a rapela ka thata gore pula e se ne; mme e se ka ya na mo lefatsheng ka dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro. A ba a rapela gape; mme legodimo la nesa pula, le lefatshe la ungwa maungo a lone.

1 Peter 3:12

Gonne matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe mo mekokotlelong ya bone; mme sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula.”

1 Peter 4:7

Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo gaufi: ke gone lo nneng maikutlo a a itekanetseng, lo ikgape gore lo bone go ineela mo thapelong;

1 Peter 5:7

lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela.

1 John 1:9

Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe.

1 John 3:22

le fa e le eng se re se lopang fela, re se amogela mo go one, ka re bolokile ditaolo tsa one, re bile re dira dilo tse di kgatlhang mo matlhong a one.

1 John 5:14-15

Mo ke jone botlhokapoifo jo re nang najo ntlheng ya gagwe, gore fa re lopa sengwe ka fa go rateng ga one, o a re utlwa. Fa re itse gore le fa e ka bo e le eng se re se lopang o bo o re utlwa, re a bo re itse fa re tshotse ditopo tse re di lopileng mo go one.

3 John 1:2

Moratwa, ke rapela gore mo dilong tsotlhe o tle o tlhogonolofale, o robale sentle, fela jaaka mowa wa gago o a bo o ntse o tlhogonolofetse.

Revelation 2:29

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:6

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:13

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:22

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’ ”

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net