05 – Legodimo
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Legodimo.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Legodimo.
Re bua fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke dilo tse leitlho le se kang la di bona, le tse tsebe e se kang ya di utlwa, le tse di se kang tsa tsena mo pelong ya motho, e bong dilo tsotlhe tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.”
”Ga go ketla go tlhola go nna phutso gope; setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana se tlaa nna mo go one; le batlhanka ba one ba tlaa o direla. Ba tlaa bona sefatlhogo sa one; le leina la one le tlaa nna mo diphatleng tsa bone. Ga go ketla go tlhola go nna bosigo gope; ga ba batle lesedi la lampa, le fa e le lesedi la letsatsi; gonne Morena Modimo o tlaa ba naya lesedi; mme ba tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
”Le bantsi mo go bone ba ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe ba tlaa kubuga, bangwe ba tlaa kubugela botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe ba kubugela ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng. Ba ba botlhale ba tlaa phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo ya loapi; le ba ba sokololelang bontsi kwa tshiamong ba tlaa phatsima jaaka dinaledi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
”E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe.
”Jehofa Modimo a medisa mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se kgatlhang mo matlhong, le se se molemo go jewa; setlhare sa botshelo le sone fa gare ga tshimo, le setlhare sa kitso ya molemo le bosula.
”A lora, mme bonang, ga bo go tlhomilwe sepalamo fa fatshe, setlhoa sa sone se fitlha kwa legodimong; mme bonang; ga bo go tlhatloga go bo go fologa baengele ba Modimo ka sone.
”A boifa a re: “Kana felo fano go boitshega jang! Ga se gope go sele fa e se ntlo ya Modimo fela; fano ke mojako wa legodimo.”
”Bona, legodimo ke la ga Jehofa Modimo wa gago, le legodimo la magodimo, le lefatshe le tsotlhe tse di mo go one.
”A ko o okomele o le mo boagong jwa gago jo bo boitshepo, kwa legodimong, o segofatse batho ba gago Iseraele, le lefatshe le o le re neileng, jaaka o ne wa ikanela borra ba rona lefatshe le le elang maši le dinotshe.’
”“A ruri Modimo o tlaa aga mo lefatsheng? Bona, legodimo le legodimo la magodimo ga le kake la nna bonno jo bo go lekanyeng; bogolo jang ntlo e ke e agileng!
”O tle o reetse mokokotlelo wa motlhanka wa gago, le wa batho ba gago Baiseraele, fa ba rapela ba lebile felo fa; ee, o tle o utlwe o le bonnong jwa gago kwa legodimong; mme o re o utlwa, o itshwarele.
”Bogolo ke jwa gago, Jehofa, le thata, le kgalalelo, le phenyo le borena; gonne tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Jehofa, mme o goleditswe o le tlhogo mo godimo ga tsotlhe.
”“O Jehofa o le wesi; o dirile legodimo, legodimo la magodimo, le bontsi jotlhe jwa one, lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, mawatle le dilo tsotlhe tse di mo go one, o di bolokile tsotlhe fela; lesomosomo la legodimo le a go obamela.
”Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo; Jehofa, setulo sa gagwe sa bogosi se mo legodimong; matlho a gagwe a lebile bana ba batho, dintshi tsa gagwe tsa matlho di a ba leka.
”O tlaa ntshupetsa tsela ya botshelo; fa pele ga gago go na le letlotlo la boitumelo; mo seatleng sa gago se segolo go na le tse di jesang monate ka bosakhutleng.
”Jaanong ke a itse fa Jehofa a boloka motlodiwa wa gagwe; o tlaa mo fetola a le kwa legodimong la gagwe le le boitshepo, ka thata e e bolokang ya letsogo la gagwe le legolo.
”E go lopile botshelo, wa e bo naya; e bong boleele jwa malatsi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
”gore a tle a nne a tshele ka metlha yotlhe, gore a se ka a bona go bola.
”Dikara tsa Modimo di le dikete di le masome mabedi, e bong dikete tse di tlhatlaganyeng le dikete; Morena o mo go tsone, jaaka mo Sinai, mo felong ga boitshepo.
”Le lone losika lwa gagwe ke tlaa lo dira gore lo eme ka bosakhutleng, le setulo sa gagwe sa bogosi jaaka malatsi a legodimo.
”Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo.
”Jehofa o tlhomamisitse setulo sa gagwe sa bogosi mo magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo busa gotlhe fela.
”go tshwana jaaka monyo wa Heremone, o o fologelang mo dithabeng tsa Sione; gonne Jehofa o laoletse tshegofatso gone, e bong botshelo ka bosakhutleng.
”Botshelo bo mo tseleng ya tshiamo, le mo tselaneng ya yone ga go na loso.
”O dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone; le gone o tlhomile go akanya ka ga bosakhutleng mo pelong tsa bone, mme le fa go ntse jalo e be e le ka mokgwa wa go re motho ga a kake a lemogela ruri tiro e Modimo o e dirileng go tswa tshimologong go ya fela kwa bokhutlong.
”E rile ka ngwaga o Usia o suleng ka one, ka bona Morena a dutse mo setulong sa bogosi, se le kwa godimo, se tsholetsegile, mme meja ya dikobo tsa gagwe ya tlala ka tempele. Fa godimo ga gagwe ga bo go eme boserafe: mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; ka di le pedi a ipipa sefatlhogo, ka di le pedi a ipipa dinao, mme di le pedi a fofa ka tsone. Ba goalana ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Jehofa wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”
”Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo, a le mo setulong sa bogosi sa ga Dafite, le mo bogosing jwa gagwe go bo tlhomamisa, le go bo tshegetsa ka katlholo le ka tshiamo, go tloga gompieno go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tlaa dirafatsa selo se.
”Phiri e tlaa aga le kwanyana, nkwe e tlaa botha le potsane; le namane le tawana di tlaa fula mmogo; mme ngwanyana yo monye o tlaa di goga.
”O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe; le yone kgobo ya batho ba gagwe o tlaa e tlosa mo lefatsheng lotlhe fela; gonne Jehofa o le boletse.
”Gonne go bua jaana Ene yo o godimo, yo o godileng thata, yo o ntseng mo Bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Boitshepo, a re: “Ke agile mo felong ga godimo le ga boitshepo, le gone ke nna le ene yo o mowa o o ngomogileng, o o ikokobeditseng, go rudisa mowa wa ba ba ikokobeditseng, le go rudisa pelo tsa ba ba pelo e e ngomogileng.
”Letsatsi ga le ketla le tlhola e le lesedi la gago motshegare, le kgwedi ka go phatsima ga e ketla e go naya lesedi; mme Jehofa o tlaa nna lesedi la gago le le sa khutleng; le Modimo wa gago o tlaa nna kgalalelo ya gago. Letsatsi la gago ga le ketla le tlhola le phirima, le kgwedi ya gago ga e ketla e tlhola e kotlomela; gonne Jehofa o tlaa nna lesedi la gago le le sa khutleng, mme malatsi a khutsafalo a gago a tlaa bo a khutlile. Batho ba gago le bone ba tlaa nna tshiamo botlhe, ba tlaa rua lefatshe ka bosenabokhutlo; e le kala ya go tlhongwa ga me, e le tiro ya diatla tsa me, gore ke tle ke galalediwe.
”“Gonne, bonang, ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong.
”Go bua jaana Jehofa, a re: “Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao; lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang? Le felo ga boikhutso jwa me e tlaa nna gofe?
”“Gonne jaaka magodimo a maša a ke tlaa a dirang a tlaa sala a ntse fa pele ga me, le lefatshe le leša, losika lwa lone lo tlaa sala lo ntse jalo, le leina la lone jalo,” go bua Jehofa.
”Go bua jaana Jehofa, a re: “Fa legodimo kwa godimo le ka lekanngwa le metheo ya lefatshe kwa tlase, fa e ka hukudiwa, foo le nna ke tlaa latlha losika lotlhe lwa Iseraele ka ntlha ya tsotlhe tse ba di dirileng,” go bua Jehofa.
”Kwa godimo ga phuthologo ya loapi e e okameng ditlhogo tsa tsone go ne go le setshwano sa setulo sa bogosi, se ntse jaaka ponalo ya lentswe la safire: mme mo godimo ga setshwano sa setulo sa bogosi go ne go le setshwano se se ntseng jaaka ponalo ya motho mo go sone fa godimo. Ka bona ekete mmala wa motsodutsokwane, ekete ponalo ya molelo mo teng ga sone ka ntlha tsotlhe, go simolola ka ponalo ya lotheka lwa gagwe go ya kwa godimo; mme go simolola ka lotheka lwa gagwe go ya kwa tlase ka bona ekete ponalo ya molelo, mme go le phatsimo ntlheng tsotlhe tsa gagwe. Jaaka ponalo ya mola wa godimo o o mo lerung mo motlheng wa pula, ponalo ya phatsimo e ne e ntse jalo mo tikologong. Eo e ne e le ponalo ya kgalalelo ya ga Jehofa. Mme ya re ke e bona, ka wela ka sefatlhogo fa fatshe, mme ka utlwa lentswe la mongwe yo o buang.
”Fa nokeng, ka fa losing lwa yone, ka fa ntlheng nngwe le nngwe, go tlaa gola ditlhare dingwe le dingwe tse di jewang, tse lekakaba la tsone le se ketlang le swaba, le tse maungo a tsone a sa tlhaeleng; se tlaa ungwa maungo a maša ka kgwedi nngwe le nngwe, ka metsi a lone a tswa mo felong ga boitshepo; maungo a tsone a tlaa nna dijo, le lekakaba la tsone e tlaa nna la kalafo.”
”E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.
”“Ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bonang, ga tla mo marung a legodimo mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho, a tla fela kwa go yo mogologolo, mme ba mo atametsa fa pele ga gagwe. A newa puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle; puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, e e se ketlang e feta, le bogosi jwa gagwe ke jo bo se ketlang bo senngwa.
”Baitshepi ba Mogodimodimo ba tlaa amogela bogosi, ba tlaa rua bogosi ka bosakhutleng e bong ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’
”Mme bogosi le puso, le bogolo jwa magosi a a tlase ga legodimo lotlhe, bo tlaa newa ba ga bone baitshepi ba Mogodimodimo; bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo sa khutleng, le dipuso tsotlhe di tlaa mo direla, di ineela mo go ene.’
”Le bantsi mo go bone ba ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe ba tlaa kubuga, bangwe ba tlaa kubugela botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe ba kubugela ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng. Ba ba botlhale ba tlaa phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo ya loapi; le ba ba sokololelang bontsi kwa tshiamong ba tlaa phatsima jaaka dinaledi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
”“Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”
”yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”
”E sa le ka lobaka loo Jesu a simolola go rera, le go re: “Ikwatlhaeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”
”“Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone.
”Go sego ba ba bogiseditsweng tshiamo; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. “Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me. Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.
”Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo. Gonne ke lo raye ke re, fa tshiamo ya lona e sa gaise tshiamo ya bakwadi le ya Bafarisai, ga lo ketla lo tsena gope mo bogosing jwa legodimo.
”Ke gone lo rapele lo re: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.
”O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)
”“Se iphutheleng dikhumo mo lefatsheng, kwa motoutwana o senyang teng le morodu, le kwa magodu a thubelang go utswa teng. Iphutheleng dikhumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng le fa e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeng le fa e le go utswa teng; gonne kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le yone e tlaa nna fela teng.
”“Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.
”“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong.
”Lo ete lo rera lo re: ‘Bogosi jwa legodimo bo atametse.’
”Ammaaruri ke a lo raya ka re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go a tsoga ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi; le fa go ntse jalo, yo o leng mmotlana mo bogosing jwa legodimo o mogolo bogolo go ene.
”Mme barutwa ba tla, ba mo raya ba re: “Ana o buelang nabo ka ditshwantsho?” A ba fetola a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa legodimo; mme bone ga ba a go newa.
”A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e motho o e tsereng, mme a e jala mo tshimong ya gagwe; ke peo e potlana ruri mo dipeong tsotlhe; mme e re e sena go gola e be e feta merogo, e nne setlhare, dinonyane tsa loapi di be di tle di age mo dikaleng tsa sone.”
”Foo basiami ba tlaa betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe a a utlwe.
”“Bogosi jwa legodimo bo tshwana le khumo e e fitlhegileng mo nageng; e motho o ne a e bona, mme a e loba; mme ka boitumelo jwa gone, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso, a reka naga eo.
”“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle. Ya re a sena go bona nngwe e e tlhwatlhwa kgolo, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso a e reka.
”“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le lotloa lo lo digetsweng mo lewatleng, mme lwa gogoba ga ditshika tsotlhe tsa ditlhapi; lo e rileng lo sena go tlala ba lo gogela fa thoko; ba dula ba tlhophela tse di monate mo megopeng, mme tse di bosula ba di latlha. Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng,
”A ba raya a re: “Ke gone he mokwadi mongwe le mongwe, yo o rutilweng sentle ka ga bogosi jwa legodimo, o tshwana le mong wa ntlo, yo o ntshang dilo tse dintšha le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”
”Ba mo rapela, gore a mme ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme ba ba mo amileng ba fodisiwa botlhe fela.
”Ke tlaa go neela dikopololo tsa bogosi jwa legodimo; se o tlaa se bofang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofilwe kwa legodimong; mme se o tlaa se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofolotswe kwa legodimong.”
”Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, fa lo sa sokologe, lwa nna jaaka banyana, ga lo ketla lo tsena mo bogosing jwa legodimo ka gope.
”“Lo bone, gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke a lo raya ka re, kwa legodimong baengele ba bone ba lebile ka metlha yotlhe sefatlhogo sa ga Rre yo o kwa legodimong.
”“Ammaaruri ke a lo raya: Le fa e ka ne e le dilo dife tse lo di bofang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofilwe kwa legodimong; le gone le fa e ka ne e le dilo dife tse lo tlaa di bofololang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofolotswe kwa legodimong.
”Mme Jesu a re: “Lesang banyana, se ba itseng go tla kwa go nna, gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jaolo.”
”Mme bonang, mongwe a tla kwa go ene a re: “Moruti, ana, ke direng se se molemo, gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?” Mme a mo raya a re: “O mpoletsang ka ga se se molemo? Go mongwe fela yo o molemo; mme fa o rata go tsena mo botshelong, tshegetsa ditaolo.” A mo raya a re: “Dife?” Jesu a re: “O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa maaka; tlotla rraago le mmaago, gape, o rate wa gaeno jaaka o ithata.” Mme lekau la mo raya la re: “Dilo tsolthe tse ke di tlhokometse; ke sa tlhoka eng?” Jesu a mo raya a re: “Fa o rata go itekanela, ya o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa dirana le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.” Ya re lekau le utlwa lefoko leo, la tsamaya ka bohutsana; gonne e ne e le motho yo o dithuo dikgolo.
”Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Ammaaruri ke a lo raya: Go tlaa thatafalela mohumi go tsena mo bogosing jwa legodimo. Ke bile ke lo raya ke re: Go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshofa la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.”
”Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re: Lona ba lo ntshetseng morago, e tlaa re mo Bošafatsong jwa dilo tsotlhe, fa Morwa Motho a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo, le lona lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele. Mme mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo, le fa e le bomorwa rraagwe, le fa e le bokgaitsadie, le fa e le rraagwe, le fa e le mmaagwe, (le fa e le mosadi,) le fa e le bana, le fa e le masimo, ka ntlha ya leina la me, o tlaa amogela galekgolo, mme o tlaa rua botshelo jo bo sa khutleng.
”“Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le kgosi nngwe e e kileng ya direla morwa yone modiro wa nyalo. Ya roma batlhanka ba yone go bitsa ba ba kileng ba lalelediwa modiro wa nyalo, mme ba nna ba gana go ya.
”gonne e tlaa re mo go tsogeng ga baswi ba bo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalo, mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong. Ka ga go tsoga ga baswi, a ga lo ise lo bale se se kileng sa buiwa le lona ke Modimo, wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, Modimo wa ga Jakobe?’ Modimo ga se Modimo wa baswi, fa e se wa batshedi fela.”
”Ke gone go tlaa bonalang sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.
”Legodimo le tlaa feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a ketla a feta.
”“Foo bogosi jwa legodimo bo tlaa tshwantshiwa le makgarebane a a lesome, a a kileng a tsaya dipone tsa one, a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi. A matlhano a one a bo a le dieleele, mme a matlhano a le botlhale. Gonne a a dieleele, e rile a tsaya dipone tsa one, a se ka a tsaya le lookwane. Mme a a botlhale, e rile a tsaya dipone tsa one, a ba a tsaya lookwane ka digwana tsa one.
”Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le boikanngo; o ntse o le boikanngo mo dilong tse dipotlana, ke tlaa go laodisa dilo di le dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’
”Foo Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe.
”Mme bao ba tlaa ya mo petsong e e sa khutleng; mme basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”
”Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.
”Ya re Jesu a bona jalo, a gakatsega thata, a ba raya a re: “Lesang banyana ba tle kwa go nna, lo se ka lwa ba itsa, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone gope.”
”Ya re a sa tsamaela pele mo tseleng, ga tabogela mongwe kwa go ene, a mo khubamela ka mangole, a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo. Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, o se ka wa tsietsa, tlotla rraago le mmaago.’ ” Mme a mo raya a re: “Moruti, dilo tse tsotlhe fela ke sa le ke di tlhokomela go tloga bokaung jwa me.” Mme Jesu a mo leba, a mo rata, mme a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela: Ya go rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; o bo o tle o ntshale morago.” Mme a bifa sefatlhogo ka lefoko leo, a tsamaya ka bohutsana, gonne e ne e le motho yo o dithuo dintsi.
”Gonne e tlaa re ba tsoga mo baswing boo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalong; mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong. Mme ka ga baswi, fa ba tsosiwa; a ga lo a bala mo lokwalong lwa ga Moše, fa go bolelwang ka ga setlhare teng, ka fa Modimo o buileng nae ka teng wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake le wa ga Jakobe’?
”A tsholeletsa matlho a gagwe barutweng ba gagwe, a re: “Lo sego lona bahumanegi, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa lona. Lo sego lona ba lo bolawang ke tlala jaana; gonne lo tlaa kgorisiwa. Lo sego lona ba lo lelang jaana; gonne lo tlaa tshega. Lo sego, mogang batho ba lo ilang, ba ikgaoganya le lona, ba lo kgoba, ba latlha leina la lona jaaka se se bosula, ka ntlha ya Morwa Motho. “Lo itumele mo motlheng oo, lo bo lo ipele, gonne bonang, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba diretse baperofeti jalo.
”Mme a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa Modimo; mme ba bangwe ba go newa ka ditshwantsho; gore ka go bona ba se ka ba bona le ka go utlwa ba se ka ba tlhaloganya.
”Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa itumelela moo gore mewa e a lo utlwa; lo itumelele gore maina a lona a kwadilwe kwa legodimong.”
”Mme bonang, motho mongwe wa molao, a ema a mo lalela a re: “Moruti, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” A mo raya a re: “Go kwadilwe eng mo molaong? O bala jang?” A fetola a re: “Go tulwe, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka thata yotlhe ya gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago; le mongwe ka wena jaaka o ithata.” A mo raya a re: “O fetotse ka tshiamo; dira mo, mme o tlaa tshela.”
”Bogolo batlang bogosi jwa one, mme dilo tsotlhe tse, lo tlaa di okelediwa. “Letsomanyane, se boifeng, gonne Rraeno o natefelwa ke go lo naya bogosi. Rekisang tse lo nang natso, mme lo ntshe maatso; itireleng dipatana tsa madi tse di sa onaleng, lohumo kwa magodimong lo lo sa tlhaeleng, kwa go sa atameleng legodu lepe teng, le fa e le motoutwana go senya teng. Gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsone di tlaa nna teng.
”Ke a lo raya, go tlaa nna boitumelo fela jalo kwa legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go ka ga ba ba siameng ba le 99, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.
”“Aberahame a re: ‘Morwaaka, gopola jaaka e rile mo botshelong jwa gago o ne o amogetse dilo tse di molemo tsa gago, le jaaka Lasaro le ene a ne a na le dilo tse di bosula; mme jaanong, ene o a gomodiwa, mme wena o tlhokofadiwa mo gogolo. Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’
”Mme Jesu a ba bitsa gore ba ye kwa go ene, a re: “Lesang banyana, ba tle mo go nna; lo se ka lwa ba itsa; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone ka gope.”
”Molaodi mongwe a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se yo mongwe fela, e bong Modimo. Ditaolo o a di itse, di a re: “ ‘O se ka wa dira boaka, o se ka wa bolaya motho, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, tlotla rraago le mmaago.’ ” Mme a re: “Tsotlhe tse ke sa le ke di tshegetsa le mo bokaung jwa me, nako ke eno.” Ya re Jesu a utlwa, a mo raya a re: “O sa ntse o tlhoka sengwe: Rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi; mme o tlaa nna le lohumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.” Ya re a utlwa jalo, a hutsafala thata; ka a ne a humile thata. Jesu ya re a mmona (fa a hutsafetse thata) a re: “Ana go thata jang mo go ba ba nang le mahumo go tsena mo bogosing jwa Modimo! Gonne go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshofa la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.” Ba ba utlwang jalo ba re: “Fa e le jalo go a bo go ka bolokwa mang?” Ene a re: “Dilo tse di retetseng mo bathong, di ka dirafala mo Modimong.”
”A ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa mosadi, kgotsa bana ba ga rraagwe, kgotsa batsadi, kgotsa bana, ka ntlha ya bogosi jwa Modimo, yo o se ketlang a bona bogolo jo bo feteletseng mo motlheng ono, le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.”
”Mme a re: “Jesu, a ko o nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago.” Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri, ke a go raya, o tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.”
”A mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, lo tlaa bona legodimo le atlhamologile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba ba ba fologela mo go Morwa Motho.”
”Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” Nikotemo a mo raya a re: “Motho o ka tsalwa jang a tsofetse? A o ka ba a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme a tsalwa?” Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa.
”Fa ke lo bolelela dilo tsa selefatshe lo sa dumele, lo tlaa dumela jang, fa ke lo bolelela dilo tsa selegodimo? Ga go a tlhatlogela ope kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa Motho yo o kwa legodimong. “Mme jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa gare ga naga, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa fela jalo; gore le fa e le mang yo o dumelang a bone botshelo jo bo sa khutleng mo go ene. Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.
”Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”
”mme le fa e le mang yo o tlaa nwang metsi a ke tlaa a mo nosang, ga a ketla a tlhola a nyorwa gope; metsi a ke tlaa a mo nosang a tlaa tswa motswedi wa metsi mo go ene, a a tswelelang botshelong jo bo sa khutleng.”
”“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong.
”Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.
”Lo a tle lo fukutse dikwalo, ka lo itlhoma lo na le botshelo jo bo sa khutleng mo go tsone; tseo ke tsone tse di supang ka ga me;
”Se direleng dijo tse di nyelelang, direlang dijo tse di nnelang go ya go fitlha botshelong jo bo sa khutleng, tse Morwa Motho o tlaa di lo nayang; gonne ke ene yo Rara, e bong Modimo, o mmeileng lotshwao.”
”Gonne go rata ga Rre ke mo, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa Modimo, a mo dumela, a bone botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.”
”Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya: Yo o dumelang mo go nna o na le botshelo jo bo sa khutleng.
”Ke nna senkgwe se se tshedileng se se fologileng se tswa legodimong; fa motho le fa e le mang a ja senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng; ee, le gone senkgwe se ke tlaa se ntshang ke nama ya me, gore e nne botshelo jwa lefatshe.”
”Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.
”Simone Petere a mo raya a re: “Morena, ana re ka ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.
”ke di naya botshelo jo bo sa khutleng; ga di ketla di nyelela gope, e bile ga go ope yo o tlaa di phamolang mo seatleng sa me.
”Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela; le fa e le mang yo o tshelang, a ba a dumela mo go nna, ga a ketla a swa gope. A mo o a go dumela?” A mo raya a re: “Ee, Morena; ke dumetse fa o le Keresete, Morwa Modimo, e bong ene yo o tlang mo lefatsheng.”
”Yo o ratang botshelo jwa gagwe, bo a mo latlhegela; mme yo o ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tlaa bo bolokela botshelong jo bo sa khutleng.
”Mo ntlong ya ga Rre, go na le manno a le mantsi; fa go ne go sa nna jalo, nka bo ke le boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa bonno. Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela; gore kwa ke leng teng le lona lo nne teng.
”Jesu a bua dilo tse; mme a lelalela legodimong a re: “Rara, lobaka lo fitlhile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse; fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe, e tle e re bone ba o ba mo neileng le fa e ka ne e le mang, a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.
”Jesu a mo fetola a re: “Bogosi jwa me ga se jwa lefatshe leno; fa bogosi jwa me e ka bo e le jwa lefatshe leno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neelwa Bajuta; mme jaana bogosi jwa me ga se jwa mono.”
”a re: “ ‘Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Ana lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang, go bua Morena, kgotsa felo ga me ga boikhutso ke gofe?
”Ya re Baditšhaba ba utlwa mo, ba itumela, ba galaletsa lefoko la Modimo; botlhe ba ba laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng ba dumela.
”Ba nitimisa mewa ya barutwa, ba ba laya, gore ba nnele ruri mo tumelong, ba re: “Re na le go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”
”A rera bogosi jwa Modimo, a ba a ruta batho dilo tse di leng ka ga Morena Jesu Keresete ka pelokgale yotlhe, go se na ope yo o mo itsang.
”Ke gore, ba ba batlang kgalalelo, le tlotlo, le bosaboleng, ba le pelotelele mo go direng molemo, o ba neye botshelo jo bo sa khutleng.
”e le gore, jaaka boleo bo busitse mo losong, le yone tshegofatso e tle e buse ka tshiamo go isa botshelong jo bo sa khutleng, ka Jesu Keresete Morena wa rona.
”Jaana ka lo golotswe mo boleong, mme lo dule batlhanka ba Modimo, loungo lwa lona lo isa boitshepisong, mme bokhutlo ke botshelo jo bo sa khutleng. Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
”Gonne ga twe: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.”
”Re bua fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke dilo tse leitlho le se kang la di bona, le tse tsebe e se kang ya di utlwa, le tse di se kang tsa tsena mo pelong ya motho, e bong dilo tsotlhe tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.”
”Go tsoga ga baswi le gone go ntse jalo. Go jalwa e le mo go bolang, go tsosiwe e le mo go sa boleng. Go jalwa e le mo go tlotlologileng; go tsosiwe go le mo kgalalelong; go jalwa go le bokoa; go tsosiwe go le thata. Go jalwa e le mmele wa tlholego; go tsosiwe e le mmele wa semowa. E re fa go na le mmele wa tlholego, wa semowa le one o teng. Le gone go kwadilwe jalo ga twe: “Motho wa pele, e bong Atame, a dirwa motho yo o tshedileng.” Atame wa morago a dirwa mowa o o tshedisang. Le fa go ntse jalo sa pele e ne e se sa semowa, fa e se sa tlholego fela; mme sa semowa sa tla kwa morago. Motho wa pele ke wa mmu, wa selefatshe; motho wa bobedi ke wa legodimo. Jaaka wa selefatshe a ntse, ba ba leng ba selefatshe le bone ba ntse jalo; jaaka wa selegodimo a ntse, ba ba leng ba selegodimo le bone ba ntse jalo. Jaaka re ne re ntse mo tshwanong ya wa selefatshe, re tlaa nna jalo mo tshwanong ya wa selegodimo.
”Jaana, bagaetsho, ke bua lefoko le, ka re, nama le madi ke dilo tse di sa ka keng tsa rua bogosi jwa Modimo; le gone go bola ga go ka ke ga rua bosaboleng. Bonang, ke lo bolelela bosaitsiweng: Ga re ketla re robala rotlhe, mme re tlaa fetolwa rotlhe fela, ka gangwe fela, ka ponyo ya leitlho, ka lobaka lwa lonaka lwa bofelo. Gonne lonaka lo tlaa gelebetega, mme baswi ba tlaa tsosiwa ka mo go sa boleng, mme rona re tlaa fetolwa. Gonne mo go bolang mo, go na le go apara bosaboleng, le mo go swang mo, go na le go apara bosasweng. E tlaa re mo go bolang mo go sena go apara bosaboleng, le mo go swang mo go sena go apara bosasweng, foo go tlaa dirafala lefoko le le kwadilweng ga twe: “Loso lo meditswe ke phenyo.” “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobelela lwa gago lo kae?” Lobelela lwa loso ke boleo; mme thata ya boleo ke molao.
”gonne pitlagano ya rona e e motlhofo, e e emeng ka lobakanyana lwa gompieno fela, e re direla segolo se segolo se se feteletseng, sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo; ka re sa lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng; gonne dilo tse di bonalang ke tsa lobaka lono fela; mme dilo tse di sa bonaleng ke tsa bosaengkae.
”Gonne re a itse gore, fa ntlo ya rona ya selefatshe ya motlaagana e rutlologa, re na le kago e e tswang Modimong, ntlo e e sa agwang ka diatla, e le ya bosaengkae, kwa magodimong. Gonne ruri mo go e, re a fegelwa, re tlhologelelwa go apesiwa boago jwa rona jo bo tswang legodimong;
”Ka re, re a nametsega, mme re rata bogolo ra bo re se mo mmeleng, mme re le kwa gae le Morena.
”Ke itse motho mo go Keresete, yo o kileng a phamolelwa fela kwa legodimong la boraro, ngwaga ono e le wa 14; kana a o ne a le mo mmeleng, ga ke itse, kgotsa a dule mo mmeleng, ga ke itse, go itse Modimo. Mme ke itse motho yo o ntseng jalo, kana a le mo mmeleng, kgotsa a le kwa ntle ga mmele, ga ke itse; go itse Modimo; jaaka a phamolelwa kwa Paradiseng, a ya a utlwa mafoko teng a a sa ka keng a bolelwa, a motho o sa letlelelwang go a bua.
”Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.
”A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o re segofaditseng ka masego otlhe a semowa mo mannong a sele godimo mo go Keresete.
”Jalo lo bo lo sa tlhole lo le baeng le bajaki fela, mme lo bana ba motse mmogo le baitshepi, lo bile lo ba ntlo ya Modimo.
”Gonne mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo. Mme fa go tshela mo nameng, fa mo e le lone loungo lwa tiro ya me, foo ga ke itse se ke ka se itshenkelang. Ke mo pitlaganong fa gare ga dilo tse pedi tse; ke na le keletso ya go tsamaya, ke ya go nna le Keresete; gonne mo, go molemo bogolo thata;
”Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete; yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.
”yo o re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one;
”Tlhomang mogopolo wa lona mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng.
”gore lo tsamaye mo go tshwanetseng Modimo, o o lo biletsang mo bogosing jo e leng jwa one le mo kgalalelong ya one.
”le go naya lona ba lo pitlaganngwang tapologo le rona, mo motlheng wa tshenolo ya Morena Jesu fa a tla a tswa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe,
”Le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ntlha ya gore Jesu Keresete a bonatse bopelotelele jwa gagwe jotlhe mo go nna, ke le wa tlhogo, gore e nne sekao sa ba ba tlaa namang ba dumela mo go ene, go tla ba bona botshelo jo bo sa khutleng. Jaana a Kgosi e e ntseng fela e se na tshimologo, le fa e le bokhutlo e e se keng e swa, e e se keng e bonwa, e e leng Modimo o o osi, e newe tlotlo le kgalalelo ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”Gonne go tshikinya mmele go molemo mokhutshwane; mme poifomodimo e molemo ka ga dilo tsotlhe, ka e na le tsholofetso ka ga botshelo jwa gompieno, le ka ga jone jo bo tlaa tlang.
”gonne ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe;
”Tlhabana ntwa e e molemo ya tumelo, o tshware botshelo jo bo sa khutleng, jo o bo bileditsweng, wa ipolela ka boipolelo jo bo molemo mo ponong ya basupi ba le bantsi.
”O bo o ba laye gore ba dire molemo, ba hume ditiro tse di molemo, ba iketleeletse go aba, ba itumelele go abalana; ba ntse ba ipeelela motlha o o tlang motheo o o molemo, gore ba tle ba tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.
”Jaanong go senotswe ke go bonala ga Mmoloki wa rona Keresete Jesu, yo o nyeleditseng loso, a baya botshelo le bosaboleng mo leseding ka Mafoko a a Molemo,
”Morena o tlaa nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, o tlaa mpolokela go nkisa bogosing jwa gagwe jwa selegodimo; yo kgalalelo e ka kang ya nna go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo, o o sa ka keng wa aka, o bo solofeditseng batho pele ga metlha e e se nang tshimologo;
”gore e tle e re re siamisitswe ka tshegofatso ya one, re bo re dirwa baruaboswa, ka fa tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng.
”Mme ka ga Morwa one o buile, wa re: “Setulo sa gago sa bogosi, Modimo, se ntse ka bosakhutleng le ka bosaengkae; tsamma ya thokgamo ke yone tsamma ya bogosi jwa gago.
”Ke gone boikhutso jwa sesabata bo ntse bo saletse batho ba Modimo;
”Mme e rile a sena go dirwa boitekanelo, a tswa mosimolodi wa poloka e e sa khutleng mo go botlhe ba ba mo utlwang,
”Ke gone go ne go tshwanetse fa malebela a dilo tse di kwa magodimong di ka ntlafadiwa ka ditlhabelo tseo; tse e leng tsone dilo tsa selegodimo ka ditlhabelo tse di molemo bogolo go tseo. Gonne Keresete ga a ka a tsena mo Felong gongwe ga Boitshepo, fa go dirilweng ka diatla, fa go leng setshwano sa felo ga ammaaruri; mme o tsenye mo go le e leng legodimo tota, go tla a bonalela rona jaanong fa pele ga sefatlhogo sa Modimo;
”Mme ke fa ba eletsa lefatshe le le molemo bogolo, ke go re, la selegodimo. Ke gone Modimo o sa ba tlhabelweng ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone. Gonne o ba baakanyeditse motse.
”Mme lona lo tsile mo thabeng ya Sione, le mo motseng wa Modimo o o tshedileng mo Jerusalema wa selegodimo, le mo masomosomong a a se nang palo a baengele, mo pitsong e kgolo ya botlhe fela, le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa legodimong, le mo Modimong Moatlhodi wa botlhe, le mo meweng ya basiami ba ba dirilweng boitekanelo.
”Gonne mono ga re na motse o o tlhomameng, re batla one motse o o tlaa tlang.
”Go tla re bona boswa jo bo sa boleng, le jo bo sa leswafalang, le jo bo sa nyeleleng, jo lo bo beetsweng kwa legodimong,
”yo o ntseng ka fa letsogong le legolo la Modimo, ka a tsenye kwa legodimong; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taolong ya gagwe.
”Ke gone bagaetsho, lo tlhoafalele bogolo go rurifatsa go bidiwa ga lona le go itshenkelwa ga lona; gonne fa lo dira dilo tse, ga lo ketla lo kgotswa gope. Gonne jalo lo tlaa newa go tsena ka megolokwane e megolo mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Moreboloki, Jesu Keresete.
”Mme, rona, ka fa polelong ya one ya tsholofetso, re lebeletse magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.
”Se se sa leng se nna le mo tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho, se re se lebileng, le se diatla tsa rona di se tshweretshwereng ka ga Lefoko la Botshelo; – mme Botshelo ja bonatshega, mme re bonye, re bile re a supa, re lo bolelela botshelo jo, botshelo jo bo sa khutleng, jo bo neng bo na le Rara, jwa bonatshediwa rona –
”Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.
”E ke yone polelo e o re solofeditseng ka yone, e bong botshelo jo bo sa khutleng.
”Baratwa, jaanong re bana ba Modimo, mme ga go ise go bonatshiwe ka fa re tlaa nnang ka teng. Re a itse gore fa a bonatshiwa re tlaa tshwana nae; gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse.
”Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one. Yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo joo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na botshelo joo. Dilo tse ke di lo kwaletse, gore lo itse fa lo na le botshelo jo bo sa khutleng, ke raya lona ba lo dumelang mo ineng la Morwa Modimo.
”Re a itse fa Morwa Modimo a tsile, o bile o re neile tlhaloganyo ya gore re itse ene yo o leng boammaaruri, le gore re mo go ene yo o boammaaruri, e bong mo go Morwa one Jesu Keresete. Yo, ke ene Modimo wa ammaaruri, le botshelo jo bo sa khutleng.
”lo nne lo ipoloke mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo lebeletse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete, e e isang botshelong jo bo sa khutleng.
”“ ‘Yo o nang le tsebe, a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene yo ke tlaa mo nayang go ja setlhare sa botshelo, se se mo Parataisong ya Modimo.’
”Yo o fenyang, o tlaa apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; mme ga nketla ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tlaa ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe.
”Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi.
”E rile morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, ga bo go bulega mojako mo legodimong, mme lentswe la ntlha le ke le utlwileng, lentswe la mongwe, e kete la lonaka, a mpuisa; mme mongwe a bua a re: “Tlhatlogela kwano, ke tlaa go supetsa dilo tse di tlaa namang di dirafela.” Ka bonako ka tloga ka tsenwa ke Mowa; mme bonang, ga bo go beilwe setulo sa bogosi mo legodimong, mongwe a bo a dutse mo go sone setulo. Yo o dutseng ya re a bonwa, a fitlhelwa a tshwana le lentswe la jasepere le la saredio; mme ga bo go le motshe wa godimo mo tikologong ya setulo sa bogosi, o o reng o bonwa o bo o fitlhelwa o tshwana le lentswe la emerelete. Mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditulo tsa bogosi di le 24; mme mo ditulong tse, ka bona go dutse bagolwane ba le 24, ba apere diaparo tse ditshweu; ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong.
”Mo setulong sa bogosi ga bo go tswa dikgadima le mantswe, le ditumo tsa maru. Mme ga bo go le dilampa tsa molelo di supa, di tuka fa pele ga setulo sa bogosi, tse e leng Mewa e supa ya Modimo; mme fa pele ga setulo sa bogosi ga bo go le e kete lewatle la galase, le tshwana le legakwa le lesweu; mme mo gare ga setulo sa bogosi, le mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditshedi di le nne, tse di tletseng matlho ka fa pele le ka fa morago. Setshedi sa ntlha sa bo se tshwana le tau, setshedi sa bobedi se ne se tshwana le namane, mme setshedi sa boraro sa bo se na le sefatlhogo e kete sa motho, setshedi sa bone sa bo se tshwana le ntswi yo motona yo o fofang. Ditshedi tse nne tse, sengwe le sengwe sa bo se le diphuka di thataro, di tletse matlho mo ntlheng tsotlhe le mo teng; mme ga di ikhutse gope motshegare le bosigo, di ntse di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo, Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o ne a ntse a le yo, le yo o le yong, le yo o tlang.”
”Mme e ne e tle e re ditshedi di isa kgalalelo le tlotlo, le malebogo mo go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, bagolwane ba ba 24 ba wele fa pele ga yo o dutseng mo setulong sa bogosi, ba obamele ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, mme ba latlhele dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”
”Wa ba dira gore ba nne bogosi jwa Modimo wa rona, le baperesiti ba one; mme ba busa mo lefatsheng.” Ka leba, ka utlwa lentswe la baengele ba le bantsi, ba ba mo tikologong ya setulo sa bogosi, le la ditshedi le bagolwane; palo ya bone e ne e le makgolo a makgolo, le makgolo a sedikadike;
”Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla; mme ba thela lošalaba lo logolo ba re: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.” Baengele botlhe ba bo ba eme tikologong ya setulo sa bogosi, le mo tikologong ya bagolwane, le ditshedi tse nne; mme ba wela ka difatlhogo fa pele ga setulo sa bogosi, ba obamela Modimo. Ba re: “Amen. Pako le kgalalelo, le botlhale, le malebogo le tlotlo, le nonofo, le thata, di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.”
”Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng; ba o direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; yo o dutseng mo setulong sa bogosi o tlaa tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone. Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora; le letsatsi ga le ketla le ba babalela, le fa e le mogote ope, gonne Kwana yo o fa gare ga setulo sa bogosi, o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”
”Mme ga bulwa tempele ya Modimo e e mo legodimong; ga bo go bonala letlole la kgolagano ya one mo tempeleng ya one; mme ga tloga ga nna dikgadima, le dikodu le ditumo tsa maru, le thoromo ya lefatshe, le sefako se segolo.
”Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone; mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong.
”Mme a nthaya a re: “Kwala o re: ‘Go sego ba ba lalelediwang selalelo sa nyalo ya Kwana!’ ” A nthaya a re: “A ke mafoko a ammaaruri a Modimo.”
”Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng.
”Ka bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le le yo. Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe. Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setulong sa bogosi le re: “Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”
”Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko. Yo o fenyang o tlaa rua dilo tse, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe, le ene o tlaa nna morwaake. Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.” Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba neng ba tshotse megotšana e supa, ba ba rweleng dipetso di supa tsa bofelo; mme a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go bontsha monyadwi, mosadi wa ga Kwana.”
”Mme a ntsaya ke le mo Moweng, a nkisa mo thabeng e kgolo e e godileng, a mpontsha motse o o boitshepo, Jerusalema, o fologa mo legodimong kwa Modimong. O na le kgalalelo ya Modimo; go phatsima ga one ga bo go tshwana le lentswe le le tlhokegang thata, e kete lentswe la jasepere, le le phepa jaaka legakwa. O na le lorako lo logolo lo lo godileng; o na le dikgoro di le 12, go le baengele ba le 12 fa dikgorong; tsone tsa bo di kwadilwe maina, a e leng maina a ditso tse 12 tsa bana ba Iseraele. Ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi ga bo go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya botsheka go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya borwa go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi go le dikgoro di le tharo. Lorako lwa motse lwa bo lo na le metheo e le 12, mo go lone go le maina a le 12 a baaposetole ba ba 12 ba Kwana.
”Yo o buang le nna a bo a tshotse lotlhaka lwa gouta, e le selekanyo sa go lekanya motse, le mejako ya one, le lorako lwa one. Motse wa bo a agilwe o le dintlha di le nne di lekalekanye fela, mme boleele jwa one bo le kana ka boatlhamo. Mme a lekanya motse ka lotlhaka, wa fitlhelwa o le dikilometara di le 2 400, go le boleele, le boatlhamo, le bogodimo jwa one, ga bo go lekalekanye fela. A lekanya lorako lwa one, lwa fitlhelwa lo le bogodimo jwa dimetara di le 60 ka fa selekanyong sa motho, ke go re, sa moengele. Mo go agiweng, lorako lwa one lo ne lo agilwe ka jasepere; motse o le gouta fela e e itshekileng, e tshwana le galase e e itshekileng. Metheo ya lorako lwa motse e ne e kgabisitswe ka majana mangwe le mangwe a a tlhokegang. Motheo wa ntlha e le jasepere; wa bobedi, safire; wa boraro, kalesetone; wa bone emerelete; wa botlhano, saretonikese; wa borataro saredio; wa bosupa kerisolete; wa bo 8, berile; wa bo 9, topase; wa bosome, kerisoperase; wa bo 11, jasinthe; wa bo 12, amethesete. Ditswalo tsa dikgoro tse di 12 e ne e le diperela di le 12; setswalo sengwe le sengwe e le perela e le nngwe fela; mmila wa motse e le gouta fela e e itshekileng, e kete galase e e phepa gotlhe fela.
”Ga ke a ka ka bona tempele mo go one, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe, le Kwana, ke tempele ya one. Mme motse ga o batle gore letsatsi le o phatsimele, le fa e le kgwedi; gonne kgalalelo ya Modimo e ne e o bonesa, le lampa ya one ke Kwana. Merafe e tlaa tsamaya mo gare ga lesedi la one; le dikgosi tsa lefatshe di tlisa kgalalelo ya tsone mo go one. Dikgoro tsa one ga di ketla di tswalwa gope go le motshegare, gonne ga go ketla go nna bosigo teng. Mme ba tlaa tlisa kgalalelo le tlotlo ya merafe mo go one. Ga go ketla go tsena mo go one sepe se se itshekologileng gope, le fa e le ene yo o dirang se se makgapha le maaka; fa e se ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa botshelo lwa ga Kwana fela.
”A mpontsha noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legakwa, e tswa mo setulong sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana, e le mo gare ga mmila wa motse. Moseja ono ga noka, le moseja ole, ga bo go le setlhare sa botshelo, se se ungwang maungo a mehuta e le 12, se ungwa ka kgwedi nngwe le nngwe; makakaba a setlhare e ne e le a a fodisang merafe. Ga go ketla go tlhola go nna phutso gope; setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana se tlaa nna mo go one; le batlhanka ba one ba tlaa o direla. Ba tlaa bona sefatlhogo sa one; le leina la one le tlaa nna mo diphatleng tsa bone. Ga go ketla go tlhola go nna bosigo gope; ga ba batle lesedi la lampa, le fa e le lesedi la letsatsi; gonne Morena Modimo o tlaa ba naya lesedi; mme ba tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
”“Go sego ba ba tlhatswang dikobo tsa bone, gore ba nne le tshiamelo ya go tla mo setlhareng sa botshelo, le go tsena ka dikgoro mo motseng.
”Mowa le monyadwi ba re: “Tlaa!” Le yo o utlwang, a a ka a re: “Tlaa!” Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang a a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a se na theko.
”