07 – Letsatsi la Katlholo

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Letsatsi la Katlholo.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Revelation 20:11-12

Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone.

Hebrews 9:27

Mme e re ka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, kwa morago go bo go tla tsheko,

John 12:48

Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 177

Genesis 17:1

E rile Aberame a le dinyaga di le 99, Jehofa a bonala kwa go Aberame a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe; sepela fa pele ga me, o se na selabe sa molato.

Genesis 18:25

A go nne kgakala nao go dira mo go ntseng jalo, go bolaya basiami le baikepi, ka e tlaa bo e le go re basiami ba ntse jaaka baikepi. Golo mo, a go nne kgakala nao; a Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a ketla a dira tshiamo?”

Deuteronomy 18:13

Wena o nne boitekanelo o na le Jehofa, Modimo wa gago.

2 Samuel 22:24

Gape ke ne ke le boitekanelo fa pele ga gagwe, ka ithiba mo boikepong jwa me.

1 Chronicles 16:33

Foo ditlhare tsa sekgwa di tlaa opela ka boitumelo fa pele ga Jehofa, gonne o tla go atlhola lefatshe.

1 Chronicles 28:9

“Wena Solomone morwaaka, o itse Modimo wa ga rraago, o o direle ka pelo e e itekanetseng, le ka mogopolo o o tletseng; gonne Jehofa o kheleisa dipelo tsotlhe, o tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa megopolo; fa o mmatla, o tlaa bonwa ke wena; fa o mo tlogela o tlaa go latlha ka bosakhutleng.

Job 19:25-29

Nna ke a itse fa morekolodi wa me a tshedile, le go re o tlaa re kwa bofelong a eme ka dinao mo lefatsheng. E tlaa re morago letlalo la me le sena go senngwa jaana, ke tlaa bona Modimo ke le mo nameng ya me; o ke tlaa o iponelang ka nosi, matlho a me a tlaa o leba, e seng a o sele. Diphilo tsa me di fediwa mo teng ga me. Fa lo ithaya lo re: ‘A bo re tlaa mmogisa!’ E re ka modi wa mmaanete o fitlhetswe mo go nna; lo boife tšhaka, gonne bogale jo bo botšarara bo lere dipetso tsa tšhaka, gore lo tle lo itse fa go na le tshiamiso.”

Job 21:30

Go re motho yo o bosula o rekegelelwa letsatsi la tatlhego, le go re ba gogelwa koo kwa letsatsing la botšarara?

Job 31:6

(a ke lekanngwe mo selekanyong sa pego se se lekalekanyeng, gore Modimo o tlo o itse thokgamo ya me);

Psalms 1:4-6

Baikepi ga ba a nna jalo; ba tshwana jaaka mmoko o phefo e o kgopholang. Ke gone ka mo baikepi ba se ketlang ba ema mo katlholong, le fa e le baleofi mo phuthegong ya basiami. Gonne Jehofa o itse tsela ya basiami; mme tsela ya baikepi e tlaa nyelela.

Psalms 9:7-8

Jehofa o dutse e le kgosi ka bosakhutleng; setulo sa gagwe sa bogosi o se baakanyeditse katlholo. O tlaa atlhola lefatshe ka tshiamo; o tlaa direla ditšhaba katlholo ka thokgamo.

Psalms 9:17

Baikepi ba tlaa boela Bobipong, e bong merafe yotlhe e e lebalang Modimo.

Psalms 18:23

Le gone ke ne ke le boitekanelo mo go ene, mme ka ithiba mo boikepong jwa me.

Psalms 37:12-13

Moikepi o logela mosiami maano, mme o mo šenele meno. Morena o tlaa mo tshega, ka a bona fa letsatsi la gagwe le atamela.

Psalms 49:15

Mowa wa me Modimo o tlaa o rekolola mo thateng ya Bobipo, gonne o tlaa ntshola. Sela.

Psalms 56:7-8

A ba tlaa falola ka boikepo? Modimo diga ditšhaba mo bogaleng. Dikgarakgatshego tsa me o a di bala. A ko o tsenye dikeledi tsa me tsotlhe mo modutwaneng wa gago; a ga di mo lokwalong lwa gago?

Psalms 69:28

A ba phimolwe mo lokwalong lwa botshelo, ba se ka ba kwalwa le basiami.

Psalms 91:8

Fa e se ka matlho a gago osi fela o tlaa leba, mme o bona tefetso ya baikepi.

Psalms 96:13

fa pele ga Jehofa, gonne o etla; gonne o tla go atlhola lefatshe; o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo, le ditšhaba ka boammaaruri jwa gagwe.

Psalms 98:9

fa pele ga Jehofa gonne o tla go atlhola lefatshe; o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo le ditšhaba ka tekatekanyo.

Psalms 139:16

Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me, tse di neng di ntse di bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le mororo go ise go nne epe ya tsone.

Psalms 145:20

Jehofa o boloka botlhe ba ba mo ratang; mme baikepi botlhe o tlaa ba senya.

Proverbs 11:4

Dikhumo ga di thuse sepe mo tsatsing la bogale, mme tshiamo e golola mo losong.

Ecclesiastes 3:17

Ka ithaya mo pelong, ka re: Modimo o tlaa atlhola basiami le baikepi, gonne go na le motlha wa boikaelelo bongwe le bongwe, le wa tiro nngwe.

Ecclesiastes 7:1

Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone.

Ecclesiastes 12:13-14

Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.

Isaiah 8:22

Ba tlaa leba kwa lefatsheng, mme bona, go bo go le tlalelo e e mahehe, mme ba tlaa lelekelwa mo lefifing le le lebe.

Isaiah 13:11

Lefatshe ke tlaa le beletsa bosula jwa bone, le baikepi boikepo jwa bone; ke tlaa khutlisa boikgantsho jwa ba ba bopelompe, ke tlaa isa tlase boipego jwa ba ba boitshegang.

Isaiah 25:8

O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe; le yone kgobo ya batho ba gagwe o tlaa e tlosa mo lefatsheng lotlhe fela; gonne Jehofa o le boletse.

Isaiah 26:19

Baswi ba gago ba tlaa tshela; ditoto tsa me di tlaa tsoga. Tsogang lo eme, lo opele lona ba lo agileng mo loroleng; gonne monyo wa gago o ntse jaaka monyo wa merogo, mme lefatshe le tlaa tlhatsa baswi ba lone.

Isaiah 47:3-4

Bosaikategang jwa gago bo tlaa bipologa, ee, ditlhong tsa gago di tlaa bonala; ke tlaa lefetsa, mme ga nketla ke amogela motho ope.” Morekolodi wa rona, Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe, Moitshepi wa Iseraele.

Isaiah 61:2

Go bolela ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa, le letsatsi la pusoloso ya Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng;

Isaiah 65:17

“Gonne, bonang, ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong.

Isaiah 66:22-24

“Gonne jaaka magodimo a maša a ke tlaa a dirang a tlaa sala a ntse fa pele ga me, le lefatshe le leša, losika lwa lone lo tlaa sala lo ntse jalo, le leina la lone jalo,” go bua Jehofa. “Go tlaa dirala, go re, go tloga mo kgweding e ntšha nngwe go ya kwa go e nngwe, le mo Sabateng mongwe go ya kwa go o mongwe, nama yotlhe e tlaa tla go obama fa pele ga me,” go bua Jehofa. “Ba tlaa tsamaela kwa ntle ba ya go bona ditoto tsa batho ba ba dirileng ditlolo fa pele ga me; gonne seboko sa bone ga se ketla se swa. Le gone molelo wa bone ga o ketla o tingwa; mme ba tlaa nna se se tsitlisang marapo mo bathong botlhe fela.”

Ezekiel 18:4

Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.

Daniel 7:9-10

“Ka nna ka leba ga tsamaya ga bewa ditulo tsa bogosi, mme ga dula mongwe yo o leng mogologolo; diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko; le moriri wa tlhogo ya gagwe o ntse jaaka bobowa jwa nku jo bo itshekileng; setulo sa gagwe sa bogosi, e le dikgabo tsa molelo, le maotwana a sone a a dikologang e le molelo o o tukang. Ga pomponyega nokana ya molelo e elela e tswa fa pele ga gagwe; ba ba makgolokgolo ba ne ba mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ema fa pele ga gagwe; tsheko ya bewa, le dikwalo tsa petlekwa.

Daniel 7:18

Baitshepi ba Mogodimodimo ba tlaa amogela bogosi, ba tlaa rua bogosi ka bosakhutleng e bong ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’

Daniel 7:21-22

Ka leba, mme lonaka loo lwa tlhabana le baitshepi, mme lwa ba fenya; ga tsamaya yo mogologolo wa metlha a tla, mme ga atlholelwa baitshepi ba Mogodimodimo; mme lobaka lwa fitlha lwa baitshepi go rua bogosi.

Daniel 7:25-27

E tlaa bua mafoko a a nyatsang Mogodimodimo, e tlaa lapisetsa ruri baitshepi ba Mogodimodimo; e tlaa solofela go fetola metlha le molao; mme ba tlaa tsenngwa mo seatleng sa yone go ba go tla ga feta motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha. “ ‘Tsheko e tlaa dula, mme ba tlaa e tlosetsa puso, go e nyeletsa le go e senya go ya kwa bokhutlong. Mme bogosi le puso, le bogolo jwa magosi a a tlase ga legodimo lotlhe, bo tlaa newa ba ga bone baitshepi ba Mogodimodimo; bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo sa khutleng, le dipuso tsotlhe di tlaa mo direla, di ineela mo go ene.’

Daniel 12:1-4

“E tlaa re mo motlheng oo go tlaa ema Mikaele, kgosana e kgolo e e emelang bana ba batho ba gaeno; go tlaa nna motlha wa khuduego, o e sa leng ka go nna morafe le go tla mo go lone lobaka loo, go ise go ke go nne ope o o ntseng jalo; mo motlheng oo batho ba gaeno ba tlaa gololwa, mongwe le mongwe yo o tlaa fitlhelwang a kwadilwe mo lokwalong. Le bantsi mo go bone ba ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe ba tlaa kubuga, bangwe ba tlaa kubugela botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe ba kubugela ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng. Ba ba botlhale ba tlaa phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo ya loapi; le ba ba sokololelang bontsi kwa tshiamong ba tlaa phatsima jaaka dinaledi ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Wena, Daniele, tswalela mafoko, o kanele lokwalo, go ya go fitlha fela kwa motlheng wa bokhutlo; batho bantsi ba tlaa taboga tabogela kwa le kwa, mme kitso e tlaa totafala.”

Daniel 12:13

“Mme wena, tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle; gonne o tlaa ikhutsa, mme o tlaa ema mo kabelong ya gago kwa bokhutlong jwa metlha.”

Obadiah 1:15

“Gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi mo merafeng yotlhe. Jaaka o dirile, go tlaa direlwa wena jalo; tiro ya gago e tlaa boela mo tlhogong ya gago.

Matthew 3:7

Mme e rile a bona Bafarisai ba le bantsi le Basadukai ba tla kolobetsong ya gagwe, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang?

Matthew 3:10

Le jaana fela selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo, se a rengwa, se latlhelwa mo molelong.

Matthew 3:12

yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”

Matthew 5:29-30

Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng. Fa seatla sa gago se segolo se go kgopisa, o se kgaole, o se latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.

Matthew 7:2

Gonne tshekiso e lo sekisang ka yone, lo tlaa sekisiwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tlaa lekanyediwa ka sone.

Matthew 7:13-14

“Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.

Matthew 7:16-20

Lo tlaa ba itse ka maungo a bone. A batho ba tle ba hule loungo lwa mofine mo manganeng, kgotsa difeige mo masitlwaneng? Fela jalo setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa loungo lo lo molemo; mme setlhare se se bosula se ungwa loungo lo lo bosula. Setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo bosula, le gone setlhare se se bosula ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo molemo. Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. Ke gone lo tlaa ba itse ka loungo lwa bone.

Matthew 7:21-23

“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’

Matthew 10:14-15

Mme le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore ditlhole mo dinaong tsa lona. Ammaaruri ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma le Gomora bogolo go motse oo.

Matthew 10:28

Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng.

Matthew 11:22-24

Le fa go ntse jalo ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga metse ya Ture le Sitone, bogolo go lona. Mme wena, Kaperenaume, a o tlaa golediwa kwa legodimong? O tlaa fologela mo Bobipong; gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go wena di ka bo di dirilwe mo Sotoma, o ka bo o sa ntse o eme le gompieno. Le fa go ntse jalo, ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma, bogolo go wena.”

Matthew 12:36-37

“Mme ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tlaa le buang, ba tlaa le bodiwa mo motlheng wa tsheko. Gonne o tlaa atlholelwa ka mafoko a gago, le ka mafoko a gago o tlaa sekisiwa.”

Matthew 13:38-43

tshimo ke lefatshe; peo e e molemo yone ke bana ba bogosi; mme mohoka ke bana ba yo o bosula; mmaba yo o ba jadileng ke diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele. Ke gone jaaka mohoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo; go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe. Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang; mme ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng. Foo basiami ba tlaa betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe a a utlwe.

Matthew 13:47-50

“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le lotloa lo lo digetsweng mo lewatleng, mme lwa gogoba ga ditshika tsotlhe tsa ditlhapi; lo e rileng lo sena go tlala ba lo gogela fa thoko; ba dula ba tlhophela tse di monate mo megopeng, mme tse di bosula ba di latlha. Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng, ba ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

Matthew 15:19

Gonne mo pelong go tswa megopolo e e bosula, le dipolao, le dikgokafalo, le boaka, bogodu, le pateletso le dikgalo.

Matthew 16:26-27

Gonne motho o tlaa bo a ka thusega eng, le fa a ka fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Kgotsa, se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng? Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.

Matthew 18:3

Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, fa lo sa sokologe, lwa nna jaaka banyana, ga lo ketla lo tsena mo bogosing jwa legodimo ka gope.

Matthew 22:2-3

“Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le kgosi nngwe e e kileng ya direla morwa yone modiro wa nyalo. Ya roma batlhanka ba yone go bitsa ba ba kileng ba lalelediwa modiro wa nyalo, mme ba nna ba gana go ya.

Matthew 22:11-13

“E rile kgosi e tsena e tla go bona balalediwa, ya bona motho teng yo o sa aparang seaparo sa nyalo. Mme ya mo raya ya re: ‘Tsala, o tsenye jang fano o se na seaparo sa nyalo?’ Mme a tlhoka se o se buang. Foo kgosi ya raya batlhanka ya re: ‘Mmofeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle, kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno gone.’

Matthew 23:33

Dinoga ke lona, le lotsalo lwa dišaušawane, lo tlaa falola jang mo tshekisong ya molete?

Matthew 24:13

Mme yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa.

Matthew 25:1-12

“Foo bogosi jwa legodimo bo tlaa tshwantshiwa le makgarebane a a lesome, a a kileng a tsaya dipone tsa one, a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi. A matlhano a one a bo a le dieleele, mme a matlhano a le botlhale. Gonne a a dieleele, e rile a tsaya dipone tsa one, a se ka a tsaya le lookwane. Mme a a botlhale, e rile a tsaya dipone tsa one, a ba a tsaya lookwane ka digwana tsa one. Jaana ya re monyadi a sa ntse a diegile, makgarebane a otsela otlhe, a robala. “Mme ya re bosigogare ga kuiwa ga twe: ‘Bonang, monyadi ke yo! Tswang lo ye go mo kgatlhantsha.’ Foo makgarebane ao a tsoga otlhe, a baakanya dipone tsa one. Mme a a dieleele a raya a a botlhale a re: ‘Re tsheleleng lookwane lwa lona, gonne dipone tsa rona di a tima.’ Mme a a botlhale a ba fetola a re: ‘Go ka tla ga se ka ga lekana rona le lona; bogolo yang kwa go ba ba rekisang, lo ithekele.’ Mme ya re a sa ntse a ile go reka, monyadi a tla; mme a a iketleeditseng a tsena nae mo modirong wa nyalo; mme mojako wa tswalwa. “Morago ga tla makgarebane a mangwe a re: ‘Morena, Morena, re bulele.’ Mme a ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, ga ke lo itse.’

Matthew 25:21

Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le boikanngo; o ntse o le boikanngo mo dilong tse dipotlana, ke tlaa go laodisa dilo di le dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’

Matthew 25:31-46

“E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe. Mme o tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi; dinku o tlaa di baya ka fa letsogong le legolo, mme dipodi ka fa go la molema. Foo Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, lwa mpha dijo; ka nyorwa, lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’ “Foo basiami ba tlaa mo fetola ba re: ‘Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa? Re go bonye leng o le moeng ra go tshola, gongwe o sa apara ra go apesa? Re go bonye leng o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra ya kwa go wena?’ Mme kgosi e tlaa ba fetola e ba raya e re: ‘Ammaaruri ke a lo raya: E re ka lo go diretse mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo go diretse nna.’ “Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme ga lo a ka lwa mpha dijo; ka nyorwa, mme lwa se ka lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa se ka lwa ntshola; ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme ga lo a ka lwa ntirela.’ “Foo le bone ba tlaa mo fetola ba re: ‘Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, kgotsa lenyora, kgotsa o le moeng, kgotsa o sa apara, kgotsa o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra se ka ra go direla?’ Foo o tlaa ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, e re ka lo se ka lwa go direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa go ntirela.’ Mme bao ba tlaa ya mo petsong e e sa khutleng; mme basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”

Mark 3:29

Mme le fa e le mang yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo, ga a na go itshwarelwa gope, o molato wa boleo jo bo se nang bokhutlo.”

Mark 6:11

Mme gongwe le gongwe kwa lo sa tsholwang teng, mme ba gana go lo utlwa, lo re lo tswa teng, lo itlhotlhore lorole lolo fa tlase ga dinao tsa lona, go nna tshupo ka ga bone.”

Mark 7:21-22

Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao, le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo;

Mark 9:42-48

“Mme le fa e le mang yo o tlaa kgopang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng. Fa seatla sa gago se go kgopa, o se kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole, bogolo go go tsena o le diatla tsoo pedi mo moleteng, mo molelong o o sa ka keng wa tingwa; (kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.) Mme fa lonao lwa gago lo go kgopa, o lo kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le setlhotsa, bogolo go go latlhelwa o le dinao tsoo pedi mo moleteng. (Kwa seboko sa bone se sa sweng teng le kwa molelo o sa tingweng teng.) Fa leitlho la gago le go kgopa, o le gonye; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo bogosing jwa Modimo o le moitlho, bogolo go go latlhelwa o le matlho mabedi mo moleteng. Kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.

Mark 16:16

Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa.

Luke 3:17

yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla; mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe, a ba a phuthela mabele mo ntlong ya polokelo; o tlaa tshuba mmoko ka molelo o o sa timeng.”

Luke 12:2-5

Ga go ne sepe se se bipilweng, se se se ketlang se senolwa; le fa e le se se fitlhegileng, se se ketlang se itsege. Ke gone tsotlhe tse lo di buileng mo lefifing di tlaa utlwiwa mo leseding; le se lo se sebileng mo matlwaneng a a kwa teng, se tlaa kakanngwa mo ditlhoeng tsa matlo. “Ke a lo raya ditsala tsa me ka re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dirang. Ke tlaa lo tlhagisa ka ga yo lo tlaa mmoifang; ka re: Boifang ene yo e tlaa reng a sena go bolaya, a bile a na le thata go latlhela mo moleteng, ee, ke a lo raya, boifang ene.

Luke 13:3

Ke a lo raya, nnyaa; fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tlaa nyelela fela jalo.

Luke 13:23-28

Mongwe a mo raya a re: “Morena, ba ba bolokwang a ba ba botlana?” Mme a ba raya a re: “Ganelang go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne ke a lo raya, bantsi ba tlaa batla go tsena, mme ba tlaa retelelwa. E tlaa re fa mong wa ntlo a setse a nanogile, mme a tswadile ntlo, mme lo simolola go ema ka fa ntle, lo kgwanyakgwanya setswalo, lo re: ‘Morena, Morena, re bulele;’ mme fa a lo fetola a re: ‘Ga ke lo itse kwa lo tswang teng;’ e dira gone lo tlaa simololang go re: ‘Re kile ra ja ra nwa fa pele ga gago, mme o ne wa ruta mo mebileng ya rona.’ Mme ene o tlaa re: ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse kwa lo tswang teng; ntlogelang lona lotlhe badiri ba tshiamololo.’ Go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno, mogang lo bonang Aberahame le Isake, le Jakobe, le baperofeti botlhe mo bogosing jwa Modimo, mme lona lo kgoromeleditswe kwa ntle.

Luke 14:13-14

Mme e re fa o dira modiro, laletsa bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu. O tlaa nna sego; gonne bone ga ba na se ba ka go duelang ka sone; gonne o tlaa duelwa mo go tsogeng ga basiami.”

Luke 23:39-43

Mme mongwe wa basenyi ba ba pegilweng nae a mo kgala, a re: “A ga o ene Keresete? Ipoloke le rona o re boloke.” Yo mongwe a mo fetola, a mo kgalemela a re: “A le Modimo ga o o boife, e tswa le wena o le mo tshekisong e ka yosi? Mme rona ruri, e re tshwanetse; ka re bona tuelo e e tshwanetseng ditiro tsa rona; mme monna yo, ga a a dira sepe se se sokameng.” Mme a re: “Jesu, a ko o nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago.” Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri, ke a go raya, o tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.”

John 3:5

Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo.

John 3:16-21

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe. Yo o dirang boammaaruri o tla leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe, fa di dirilwe mo Modimong.”

John 3:36

Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”

John 5:24-29

“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo ka lone; mme ba ba utlwang ba tlaa tshela. Gonne jaaka Rara a na le botshelo mo go ene ka esi, o neetse Morwa le ene jalo, gore a nne le botshelo mo go ene ka esi. O mo neetse thata ya go dira katlholo, ka e le Morwa Motho. Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.

John 6:40

Gonne go rata ga Rre ke mo, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa Modimo, a mo dumela, a bone botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.”

John 6:44

Ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa Rara yo o nthomileng a sa mo goge, mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.

John 6:47

Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya: Yo o dumelang mo go nna o na le botshelo jo bo sa khutleng.

John 6:54

Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.

John 8:21

Ke gone a ba a bua nabo gape a re: “Ke a tsamaya, mme lo tlaa mpatla, mme lo tlaa swela mo boleong jwa lona; kwa ke yang teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng.”

John 11:24-25

Maretha a mo raya a re: “Ke a itse fa a tlaa ba a tsoga mo go tsogeng ka letsatsi la bofelo.” Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela;

John 12:31

Jaanong go tshekiso ya lefatshe leno; jaanong kgosana ya lefatshe leno e tlaa kgoromelediwa kwa ntle.

John 12:48

Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo.

John 15:6

Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle jaaka kala, mme e omelele; batho ba di kgobokanye, ba di latlhele mo molelong, mme di jewe ke molelo.

Acts 10:42

Mme a re laya gore re rerele batho, re supe fa yo e le ene yo o laotsweng ke Modimo, gore a nne moatlhodi wa batshedi le baswi.

Acts 17:30-32

Ke gone, metlha ya botlhoka kitso, Modimo o ne wa e tlhokomologa; mme gompieno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaye ka ntlha tsotlhe, ka o tlhomile letsatsi le o tlaa atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mo laotseng; mo, o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo tsositse mo baswing.” Jaana ya re ba utlwa ka ga go tsoga ga baswi, bangwe ba sotla; ba bangwe ba re: “Re tlaa ba re go utlwa gape ka ga moo.”

Acts 24:15-16

Ke na le tsholofelo mo Modimong, e le bone ba e lebeletseng, ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi. Ke bile ke a itlwaetsa, gore ke tle ke nne le pelo e e se nang sekgopi mo Modimong le mo bathong, ka metlha yotlhe.

Romans 1:28-32

Fela jaaka ba ganne ba re, a Modimo o se nne mo kitsong ya bone, Modimo o ba lesitse ba ineela pelo e e manyelo fela, ba dira dilo tse di sa tshwanelang: Ba tlala tshiamololo yotlhe, le boikepo, le boiphetlho, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshetlha, le polao, le kgang, le tsietso, le pateletso. Ke balomatsebe, le basebi, le baila Modimo, le baikgantshi, le batlhoka mafoko, le babelafadi, le basimolodi ba dilo tse di bosula, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone. E le ba ba se nang tlhaloganyo, le batlodi ba dikgolagano, e le ba ba se nang lorato lo e leng lwa batho, e le ba ba se nang boutlwelobotlhoko. Ba, le fa ba itse molao wa Modimo o o reng, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanetse go swa, ba bo ba ntse ba di dira fela, le gone ba dumalane le ba ba di dirang.

Romans 2:1-11

Ke gone ka re, ga o na seipato motho ke wena, le fa o le mang yo o sekisang; gonne mo o sekisang yo mongwe ka gone, o a bo o itshekisa ka gone gonne wena yo o sekisang, o a bo o ntse o dira tsone dilo tseo fela. Re a itse fa tshekiso ya Modimo mo go ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo e le ka fa boammaaruring. Motho ke wena yo o sekisang ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, tse le wena o di dirang, a o itlhoma gore o tlaa falola mo tshekisong ya Modimo? Kgotsa a o nyatsa letlotlo la molemo, le la boiphapaanyo, le la bopelotelele jwa one, o sa itse fa molemo wa Modimo o go gogela kwa boikwatlhaong? O re o le logwadi, o le pelo e e sa ikwatlhayeng, o ipeela bogale mo letsatsing la bogale le la tshenolo ya tshekiso e e siameng ya Modimo, o o tlaa nayang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe: Ke gore, ba ba batlang kgalalelo, le tlotlo, le bosaboleng, ba le pelotelele mo go direng molemo, o ba neye botshelo jo bo sa khutleng. Mo go ba ba ratang kgang, ba sa ineele mo boammaaruring, mme ba ineela mo tshiamololong, go tlaa nna bogale, le tšhakgalo, le pitlagano, le tlalelo e e mahehe, e bong mo mothong mongwe le mongwe yo o dirang bosula; mo Mojuteng pele, le gone mo Mogerikeng. A go nne kgalalelo le tlotlo mo mothong mongwe le mongwe yo o dirang molemo; mo Mojuteng pele, le gone mo Mogerikeng; gonne mo Modimong ga go na go tlhokomela bomangmang jwa batho.

Romans 2:12-16

Gonne botlhe ba ba leofileng ba se na molao, le gone ba tlaa swa ba se na molao; mme botlhe ba ba leofileng ba le fa tlase ga molao, ba tlaa atlholwa ka molao. Gonne bautlwi ba molao e be e se bone ba ba siameng fa pele ga Modimo, mme ba ba dirang molao ba tlaa siamisiwa. Gonne e re fa Baditšhaba ba ba se nang molao ba dira dilo tsa molao ka temalo ya tlholego, bone bao, e re ka ba se na molao, go bo go le molao bone ka bosi; ka ba supa tiro ya molao o o kwadilweng mo dipelong tsa bone; segakolodi sa bone le sone se supa nao, le megopolo ya bone, mo teng ga bone e ba neye molato, kgotsa e ba golole; e bong mo tsatsing le Modimo o tlaa atlholang masaitsiweng a batho ka lone, ka Jesu Keresete, ka fa thutong ya me.

Romans 3:19

Jaana re a itse fa dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le ba ba fa tlase ga molao; gore molomo mongwe le mongwe o thibale, le gore lefatshe lotlhe le bewe mo tshekisong ya Modimo.

Romans 4:24-25

le gone e le ka ntlha ya rona ba re tlaa go balelwang, e bong rona ba re dumelang mo go one o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo losong, yo o neng a neelwa losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, mme a tsosediwa tshiamiso ya rona.

Romans 6:4-5

Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo. Gonne fa re patagantswe nae ka tshwano ya loso lwa gagwe, re tlaa nna jalo le ka tshwano ya go tsoga ga gagwe;

Romans 6:22-23

Jaana ka lo golotswe mo boleong, mme lo dule batlhanka ba Modimo, loungo lwa lona lo isa boitshepisong, mme bokhutlo ke botshelo jo bo sa khutleng. Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

Romans 8:1-2

Ke gone jaanong go se nang tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu. Gonne molao wa Mowa wa botshelo mo go Keresete Jesu, o nkgolotse mo molaong wa boleo le wa loso.

Romans 12:19

Baratwa, se ipusolosetseng, mme lo thibogele bogale; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me; ke tlaa duela,” go bua Morena.

Romans 14:10-12

Mme wena, ana o sekisetsang wa gaeno? E bile o nyaletsang wa gaeno e ntse e le wena fela? Gonne rotlhe re tlaa ema fa pele ga senno sa tshekelo sa Modimo. Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.” Ke gone jalo, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.

1 Corinthians 1:8

yo o bileng a tlaa lo tlhomamiseletsa le kwa bokhutlong, gore lo nne lo se na ka fa lo ka nyadiwang ka teng mo letsatsing la Morena wa rona Jesu Keresete.

1 Corinthians 3:11-15

Gonne ga go motho ope yo o ka thayang motheo o sele fa e se o o theilweng, o e leng Jesu Keresete. Mme fa mongwe le fa e le mang a aga mo motheong o ka gouta, le selefera, le maje a a tlhokegang, le logong, le bojang, le dirite; tiro ya mongwe le mongwe e tlaa bonadiwa; gonne letsatsi le tlaa e bolela ka e senolwa ke molelo; molelo ka osi o tlaa leka tiro ya mongwe le mongwe ka fa e ntseng ka teng. E tlaa re fa tiro ya mongwe e ema, e o e agileng mo motheong o tlaa amogela tuelo. E tlaa re fa tiro ya mongwe e fisiwa, o tlaa senyegelwa, mme ene ka esi o tlaa bolokwa; mme e tlaa bo e le mo go tshwanang jaaka a raletse molelo.

1 Corinthians 4:5

Ke gone, se sekiseng sepe e ise e nne motlha, go tle go tsamaye Morena a tle, yo o tlaa senolang dilo tsa lefifi tse di fitlhilweng, a ba a bonatsa dikgakologelo tsa dipelo; foo motho mongwe le mongwe o tlaa bona pako ya gagwe mo Modimong.

1 Corinthians 6:9-11

Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.

1 Corinthians 11:31

Fa re ne re ka itemoga, re ne re se ketla re sekisiwa.

1 Corinthians 15:20-28

Nnyaa, jaanong Keresete o tsositswe mo baswing, e le lebutswapele la ba ba robetseng. Gonne e re ka loso lo tsile ka motho, go tsoga ga baswi le gone go tsile ka motho. Gonne jaaka botlhe ba swa ka Atame, go ntse jalo, botlhe ba tlaa tshedisiwa ka Keresete. E tlaa bo e le mongwe le ka fa thulaganyong ya gagwe: Keresete e le ene lebutswapele; foo go tle ba e leng ba ga Keresete, mo go tleng ga gagwe. Foo go tle bokhutlo jo o tlaa neelang Modimo, e bong Rara, bogosi ka jone, a sena go nyeletsa puso yotlhe le taolo, le nonofo. Gonne o na le go busa fela, a ba a tla a tsamaye a beye baba botlhe ba gagwe fa tlase ga dinao tsa gagwe. Mmaba wa bofelo yo o tlaa nyelediwang ke loso. “Gonne, o beile dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe.” Fa o re: “Dilo tsotlhe di beilwe mo taolong,” go a bonala fa go sa rewe one o o beileng dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe. E tlaa re dilo tsotlhe di sena go bewa mo taolong ya gagwe, foo Morwa one le ene ka esi, o tlaa bewa mo taolong ya one o o beileng dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo o nne gotlhe mo go tsotlhe fela.

1 Corinthians 15:42-49

Go tsoga ga baswi le gone go ntse jalo. Go jalwa e le mo go bolang, go tsosiwe e le mo go sa boleng. Go jalwa e le mo go tlotlologileng; go tsosiwe go le mo kgalalelong; go jalwa go le bokoa; go tsosiwe go le thata. Go jalwa e le mmele wa tlholego; go tsosiwe e le mmele wa semowa. E re fa go na le mmele wa tlholego, wa semowa le one o teng. Le gone go kwadilwe jalo ga twe: “Motho wa pele, e bong Atame, a dirwa motho yo o tshedileng.” Atame wa morago a dirwa mowa o o tshedisang. Le fa go ntse jalo sa pele e ne e se sa semowa, fa e se sa tlholego fela; mme sa semowa sa tla kwa morago. Motho wa pele ke wa mmu, wa selefatshe; motho wa bobedi ke wa legodimo. Jaaka wa selefatshe a ntse, ba ba leng ba selefatshe le bone ba ntse jalo; jaaka wa selegodimo a ntse, ba ba leng ba selegodimo le bone ba ntse jalo. Jaaka re ne re ntse mo tshwanong ya wa selefatshe, re tlaa nna jalo mo tshwanong ya wa selegodimo.

1 Corinthians 15:50-54

Jaana, bagaetsho, ke bua lefoko le, ka re, nama le madi ke dilo tse di sa ka keng tsa rua bogosi jwa Modimo; le gone go bola ga go ka ke ga rua bosaboleng. Bonang, ke lo bolelela bosaitsiweng: Ga re ketla re robala rotlhe, mme re tlaa fetolwa rotlhe fela, ka gangwe fela, ka ponyo ya leitlho, ka lobaka lwa lonaka lwa bofelo. Gonne lonaka lo tlaa gelebetega, mme baswi ba tlaa tsosiwa ka mo go sa boleng, mme rona re tlaa fetolwa. Gonne mo go bolang mo, go na le go apara bosaboleng, le mo go swang mo, go na le go apara bosasweng. E tlaa re mo go bolang mo go sena go apara bosaboleng, le mo go swang mo go sena go apara bosasweng, foo go tlaa dirafala lefoko le le kwadilweng ga twe: “Loso lo meditswe ke phenyo.”

2 Corinthians 5:10-11

Gonne rotlhe re na le go bonadiwa fa pele ga senno sa tshekelo sa ga Keresete, gore mongwe le mongwe a amogele dilo tse di dirilweng mo mmeleng, ka fa o dirileng ka teng, gongwe e le molemo, gongwe e le bosula. Ke gone, e re ka re itse poifiso ya Morena, re rapela batho; re bile re bonalediwa Modimo; ke a solofela gore le mo digakoloding tsa lona re a bonadiwa.

2 Corinthians 12:20-21

Gonne ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, fa ke fitlha, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka nka bo ke rata; mme le nna ka fitlhelwa ke ntse ka fa lo sa rateng ka teng; ka re e se re kgotsa motlha mongwe ga nna kgang, le lefufa, le magale, le dikgaogano, le ditshebo, le go loma tsebe, le dipudulogo, le dikhuduego; ka re, e tle e re kgotsa fa ke fitlha gape, Modimo wa me wa nkokobetsa fa pele ga lona, mme ka lelela ba le bantsi ba bone ba ba leofileng gale, ba se ka ba ikwatlhaela bomaswe, le boaka, le bopepe, bo ba di dirileng.

Galatians 5:19-21

Jaana ditiro tsa nama di a bonala, tse e leng boaka le bomaswe, le bopepe, le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo; ke lo tlhagisa ka ga tsone, fela jaaka nkile ka lo tlhagisa, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.

Galatians 6:7-8

Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.

Ephesians 1:7

Re na le thekololo ya rona mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, ka fa dikhumong tsa tshegofatso ya one,

Ephesians 5:3-6

Mme boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi; le fa e le matlhapa, le fa e le puo ya dinyana, le fa e le dinyao, tse e leng dilo tse di sa tshwanelang; mme bogolo go ntshiwe malebogo. Gonne mo lo a itse ka tlhomamo, fa go se seaka, le fa e le motho yo o maswe, le fa e le moiphetlhi, yo e leng moobamedi wa medimo ya disetwa, yo o ka nnang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo. A motho ope a se ka a lo tsietsa ka mafoko a a lolea fela, gonne bogale jwa Modimo bo tla mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone dilo tseo.

Philippians 3:10-11

gore ke itse ene, le thata ya go tsoga ga gagwe, le go tlhakanela nae dipogiso tsa gagwe, ke bopegela mo tshwanong ya loso lwa gagwe; e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke ye go fitlha mo go tsogeng ga baswi.

Philippians 3:20-21

Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete; yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

Colossians 1:13-14

yo o re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one; yo re nang le thekololo ya rona mo go ene, e bong boitshwarelo jwa dibe tsa rona.

Colossians 1:22-23

le fa go ntse jalo jaanong, o lo letlile mo mmeleng wa gagwe wa senama, ka loso, gore a tle a lo beye fa pele ga gagwe lo le boitshepo, lo se na selabe, lo se na bonyadio; ke raya fa lo nnela ruri mo tumelong, lo nitame lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Mafoko a a Molemo a lo a utlwileng, a a reretsweng lobopo lotlhe tlase ga legodimo; a nna Paulo ke dirilweng modiredi wa one.

Colossians 3:5-9

Ke gone, bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa; e le dilo tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone; tse le lona lo kileng lwa tsamaya mo go tsone jale, ka lo tshelela mo go tsone dilo tseo. Mme jaanong, le lona lo latlhe dilo tse tsotlhe fela; e bong bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa botlhabisa ditlhong; lo di tlose mo melomong ya lona. Se akalaneng; ka lo apotse motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe;

Colossians 3:25

Gonne yo o dirang tshokamo o tlaa ba a bona ka fa tshokamong e o e dirileng; mme ga go na tlhaolo ya batho.

1 Thessalonians 3:13

gore a tle a tlhomamise dipelo tsa lona mo go senang molato, mo boitshepong fa pele ga Modimo le Rra wa rona, mo go tleng ga Morena wa rona Jesu, a tla le baitshepi botlhe ba gagwe.

1 Thessalonians 5:23

A Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe fela; go le mewa ya lona, le dipelo tsa lona, le mebele ya lona, a go bolokwe go le mmogo, le ka go tlhoka molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete.

2 Thessalonians 1:5-10

Dilo tse ke sesupo se se bonalang sa katlholo e e siameng ya Modimo, sa gore lo kaiwe lo tshwanetse bogosi jwa Modimo, jo lo bileng lo bo bogelang botlhoko. Ke raya fa e le mo go siameng mo Modimong go lefetsa pitlagano ya ba ba lo pitlaganyang; le go naya lona ba lo pitlaganngwang tapologo le rona, mo motlheng wa tshenolo ya Morena Jesu fa a tla a tswa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe, a le mo molelong o o tutumang, a itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu. E le ba ba tlaa utlwang thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng, ya go tlogela ruri mo sefatlhogong sa Morena, le mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe. Mogang o tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa mo tsatsing leo ke botlhe ba ba dumetseng, gonne tshupo ya rona mo go lona e ne ya dumelwa.

1 Timothy 1:8-11

Mme re a itse fa molao o le molemo, fa motho a dira ka one ka fa go laotsweng ka teng, a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho, le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng; ka fa Mafokong a a Molemo a kgalalelo ya Modimo o o bakwang, a ke a neetsweng.

1 Timothy 5:7

Le tsone dilo tse o di ba laolele, gore ba tle ba nne ba se na mokgobo.

1 Timothy 6:7

gonne ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe;

1 Timothy 6:14

Ka re, o tshegetse taolo e ka mo go se nang selabe, le ka mo go se nang mokgobo, go ya go fitlha mo go bonatshegeng ga Morena wa rona Jesu Keresete;

2 Timothy 2:11-12

Go boikanngo polelo e e reng: “Gonne fa re kile ra swa nae, le gone re tlaa tshela nae; fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola;

2 Timothy 4:1

Ke a go laya mo ponong ya Modimo, le ya ga Keresete Jesu, yo o tlaa atlholang batshedi le baswi le ka go bonatshega ga gagwe, le ka bogosi jwa gagwe, ka re:

2 Timothy 4:6-8

Gonne nna ke setse ke isiwa tshupelo le jaana, le lobaka lwa go tloga ga me lo fitlhile. Ke tlhabanye ntwa e e molemo, ke digetse sebaka sa tshiano, ke bolokile tumelo. Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnanyang mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.

Hebrews 2:1-3

Ke gone, re tshwanetseng go tlhokomela segolo thata dilo tse di utlwilweng, e se re kgotsa ra di katogelela koo. Gonne fa lefoko le le builweng ka baengele le fitlhetswe le le tlhomamo, mme tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa, ga bona tuelo ya tefiso e e lekalekanyeng; ana rona re tlaa falola jang, fa re tlhokomologa poloko e e kalo? E e rileng e sena go bolelwa pele ka Morena, ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng.

Hebrews 9:27

Mme e re ka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, kwa morago go bo go tla tsheko,

Hebrews 10:7

Foo ka bua ka re: ‘Bona, ke tsile go dira go rata ga gago, Modimo.’ jaaka go kwadilwe ka ga me mo kabong ya lokwalo.”

Hebrews 10:24-27

a re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo; re se ka ra bakela go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe, mme re laelane; bogolo thata ka lo bona motlha o atamela. Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe. Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi.

Hebrews 10:30-31

Gonne re a mo itse yo o rileng: “Pusoloso ke ya me, ke tlaa lefetsa.” Gape ga twe: “Jehofa o tlaa atlholela batho ba gagwe.” Ke se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshedileng.

Hebrews 12:22-23

Mme lona lo tsile mo thabeng ya Sione, le mo motseng wa Modimo o o tshedileng mo Jerusalema wa selegodimo, le mo masomosomong a a se nang palo a baengele, mo pitsong e kgolo ya botlhe fela, le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa legodimong, le mo Modimong Moatlhodi wa botlhe, le mo meweng ya basiami ba ba dirilweng boitekanelo.

Hebrews 13:4

A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.

1 Peter 4:3

Gonne lobaka lo lo fetileng lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye lwa go dira keletso ya Baditšhaba, le lwa go tsamaya mo bopepeng le mo dithatong le mo go nweng bojalwa, le mo ditlhapelong, le mo ditagong, le mo ditirelong tse di makgapha tsa medimo ya disetwa;

1 Peter 4:5-7

Ke ba ba tlaa ikarabelang ene yo o iketleeleditseng go atlhola batshedi le baswi. Gonne ke ka gone moo Mafoko a a Molemo a reretsweng le e leng baswi, gore ba tle ba atlholwe jaaka batho mo nameng, mme ba tshelele Modimo mo moweng. Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo gaufi: ke gone lo nneng maikutlo a a itekanetseng, lo ikgape gore lo bone go ineela mo thapelong;

1 Peter 4:17

Gonne ke lobaka lwa gore, tshekiso e simolole mo ntlong ya Modimo; mme fa e simolola pele mo go rona, ana bofelelo jwa ba ba sa utlweng lefoko la Modimo e tlaa nna eng?

2 Peter 2:4

Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele jale mo lobakeng lo ba leofileng ka lone, mme wa ba latlhela mo moleteng, wa ba tswalela mo meleteng e e lefifi, go tla ba letisiwa motlha wa tshekiso;

2 Peter 2:9-17

Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mopetsong, go tle go tsamaye letsatsi la tshekiso le be le ba fitlhele. Mme bogolo bone ba ba tsamayang ka fa nameng mo thatong e e leswefatsang, mme ba nyatse taolo. E le ba ba pelokgale, le ba ba bogoma, ba sa boife go kgala ba ba tlotlegang; e tswa baengele, le fa ba ba gaisa mo nonofong le mo thateng, ba se ke ba ba isa tshekong fa pele ga Morena ka go ba gobolola. Mme ba, ka ba tshwana le dibopiwa tse di se nang mogopolo, ba tsetswe e le diphologolo fela, tse di nang le go tshwarwa fela le go senngwa, ba kgale dilo tse ba se nang kitso ka ga tsone, ba tlaa re mo go boleng ga bone ba senyegele ruri, ka ba utlwa botlhoko, e le tuelo ya go dira tshiamololo, e le batho ba ba kayang gore ke monate go tlhapelwa go le motshegare; ke dilabe le ditshubaba, ke ba ba tlhapelwang mo medirong ya bone ya dithato, ka ba ja modiro le lona. Ba na le matlho a a tletseng boaka, le a a sa ka keng a bakela boleo; ba fepise mewa e e akgaakgegang; ba na le pelo e e tlwaetseng boiphetlho; ke bana ba ba hutsegileng. E rile ba tlogela tsela e e siameng, ba ya ba timela, ka ba ile le tsela ya ga Balaame morwa Beore, yo o ratileng tuelo ya go dira tshiamololo; mme a kgalemelelwa tlolo ya gagwe; esela e e semumu ya bua ka lentswe la motho, ya kganela botsenwa jwa moperofeti. Batho bao ke metswedi e e se nang metsi, ke meuwane e e kgweediwang ke sefefo; ke ba bontsho jwa lefifi ba bo beetsweng.

2 Peter 3:7-9

Magodimo a gompieno a beetswe molelo le lefatshe, e ntse e le ka lone lentswe leo, ka a letisiwa letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi. Baratwa, lo se ka lwa lebala selo se le sengwe ke se, gore letsatsi le le lengwe fela mo Moreneng le ntse jaaka dinyaga di le 1 000, le dinyaga di 1 000 di ntse jaaka letsatsi le le lengwe fela. Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.

2 Peter 3:10-13

Mme letsatsi la Morena le tlaa tla jaaka legodu; mme mo go lone magodimo a tlaa nyerega ka mogote o o tukang, le lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tlaa lailwa ke molelo. Mme e re ka jaana dilo tse tsotlhe di nnetse go nyerega, ana lona lo tshwanetse lwa bo lo le batho ba ba ntseng jang, mo go tsheleng gotlhe ka boitshepo le ka poifo Modimo, lo ntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologeletswe go tla ga letsatsi la Modimo, le e leng lone magodimo ka a a ša a tlaa nyeregang ka lone, le dipopo tsa magodimo di tlaa tlhapologa ka mogote o o tukang? Mme, rona, ka fa polelong ya one ya tsholofetso, re lebeletse magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.

2 Peter 3:14

Ke gone baratwa, e re ka lo lebeletse dilo tse, lo tlhoafaleleng gore lo tle lo fitlhelwe lo le mo kagisong lo se na selabe, lo se na molato mo matlhong a one.

1 John 3:1-2

Bonang ka fa lorato lo ntseng ka teng lo Rara o re ratileng ka lone, fa e bo ne ne fano re bidiwa bana ba Modimo; mme re ntse fela jalo. Lefatshe ga le re itse, ka ntlha ya gobo le ene ga le a ka la mo itse. Baratwa, jaanong re bana ba Modimo, mme ga go ise go bonatshiwe ka fa re tlaa nnang ka teng. Re a itse gore fa a bonatshiwa re tlaa tshwana nae; gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse.

1 John 3:14-15

Re a itse fa re dule mo losong, re ile go tsena mo botshelong ka gobo re rata bakaulengwe. Yo o sa rateng o ntse mo losong fela. Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.

1 John 4:17

Lorato lo dirwa boitekanelo kwano go rona ka gone mo, gore re tle re nne le botlhokapoifo mo tsatsing la tsheko; gonne jaaka a ntse, le rona re ntse fela jalo mo lefatsheng leno.

1 John 5:11-12

Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one. Yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo joo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na botshelo joo.

Jude 1:6-7

Le baengele ba ba se kang ba tshegetsa boemo jwa bone, mme ba tlogela jo e leng bonno jwa bone, o ba letisitse letsatsi le legolo la tsheko, ba le mo dikgolegong tse di sa hunololweng ka bosakhutleng, ba le kwa tlase ga lefifi. Fela jaaka metse ya Sotoma le Gomora, le metse e e neng e le mo tikologong ya yone, ka e ile ya etsa bone bao, ya ineela mo kgokafalong, ya latela mokgwa wa nama e sele, e beilwe sekao ka go bediwa ka molelo o o sa khutleng.

Jude 1:13

Ke makhubu a lewatle a a tlolakang, ba phoka mafulo a ditlhong tsa bone; ke dinaledi tse di kailang fela, ba bontsho jwa lefifi ba bo beetsweng ka bosakhutleng.

Jude 1:15

A tla go dirafaletsa botlhe katlholo, le go tshwarisa baikepi botlhe ditiro tsotlhe tsa boikepo tse ba di dirileng ka go ikepa, le dilo tse di thata tsotlhe, tse baleofi ba ba ikepang ba di buileng ka ga gagwe.”

Jude 1:22-24

Bangwe lo ba utlwele botlhoko, e bong ba ba akabalang. Bangwe lo ba boloke, ka go ba swatola mo molelong; bangwe lo ba utlwele botlhoko ka poifo, lo ntse lo ila le se e leng seaparo se se mathegetsweng ke leswe la senama. Jaana yo o nonofileng go lo babalela, gore lo se kgopege, le go lo baya fa pele ga kgalalelo ya one lo se na bogole, lo le mo boitumelong jo bogolo thata,

Revelation 1:17-18

Ya re ke mmona ka wela fa dinaong tsa gagwe, ke ntse jaaka moswi fela. A mpaya seatla sa gagwe se segolo a re: “O se ka wa boifa; ke nna wa ntlha le wa bofelo, e bile ke nna Motshedi; ke ne ke sule, mme bonang, ke tshedile ka bosakhutleng; ke tshotse dikopololo tsa loso le tsa Bobipo.

Revelation 2:7

“ ‘Yo o nang le tsebe, a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene yo ke tlaa mo nayang go ja setlhare sa botshelo, se se mo Parataisong ya Modimo.’

Revelation 2:11

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang ga a ketla a utlwisiwa botlhoko ke loso lwa bobedi.’

Revelation 3:5

Yo o fenyang, o tlaa apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; mme ga nketla ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tlaa ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe.

Revelation 3:21

Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi.

Revelation 6:10

Mme ba goa ka lentswe le legolo ba re: “Mong wa rona wee, yo o boitshepo le boammaaruri! Lobaka lo tlaa nna boleele bokae o sa atlhole, wa lefetsa madi a rona mo go ba ba agileng mo lefatsheng?”

Revelation 11:15

Moengele wa bosupa a letsa; ga tloga ga nna mantswe a magolo mo legodimong a re: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”

Revelation 11:18-19

Ditšhaba tsa tlala bogale, mme bogale jwa gago jwa tla, le lobaka lwa baswi go atlholwa, le lobaka lwa go naya baperofeti batlhanka ba gago tuelo ya bone, le baitshepi, le ba ba boifang leina la gago, bannye le bagolo; le lwa go senya ba ba senyang lefatshe.” Mme ga bulwa tempele ya Modimo e e mo legodimong; ga bo go bonala letlole la kgolagano ya one mo tempeleng ya one; mme ga tloga ga nna dikgadima, le dikodu le ditumo tsa maru, le thoromo ya lefatshe, le sefako se segolo.

Revelation 14:5

Mme mo melomong ya bone go se ka ga fitlhelwa leaka lepe; ga ba na bogale bope.

Revelation 14:7

mme a bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.”

Revelation 14:10-11

le ene o tlaa nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana. Mme mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae; ga ba na tapologo motshegare le bosigo, e bong bone ba ba obametseng sebatana le setshwantsho sa sone, le botlhe ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa leina la sone.”

Revelation 16:5-7

Ka utlwa moengele wa metsi a re: “O tshiamo, wena Moitshepi, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone; ka o atlhotse jalo; gonne ba tsholotse madi a baitshepi le a baperofeti, o bile o ba nositse madi; go ba tshwanetse.” Ka utlwa seboso se re: “Ee, Morena Modimo, Mothatayotlhe, dikatlholo tsa gago di boammaaruri le tshiamo.”

Revelation 19:1-3

E rile morago ga dilo tse ka utlwa e kete lošalaba lo logolo lwa boidiidi jo bogolo jwa batho mo legodimong, le re: “Haleluja! Poloka, le kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo wa rona. Gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri le tshiamo; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kileng sa bodisa lefatshe ka kgokafalo ya sone, mme o lefeditse madi a batlhanka ba one mo seatleng sa sone.” Mme ba fela ba bua lwa bobedi ba re: “Haleluja! Mosi wa gagwe o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”

Revelation 19:9

Mme a nthaya a re: “Kwala o re: ‘Go sego ba ba lalelediwang selalelo sa nyalo ya Kwana!’ ” A nthaya a re: “A ke mafoko a ammaaruri a Modimo.”

Revelation 19:11

Ka bona legodimo le atlhamologile. Bonang, ga bo go le pitse e tshweu, le yo o e pagameng go twe, Boikanngo le Boammaaruri; o a atlhola, o bile o dira ntwa mo tshiamong.

Revelation 20:4-5

Ka bona ditulo tsa bogosi, batho ba dula mo go tsone, ba neelwa katlholo; ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya tshupo ya ga Jesu, le ka ntlha ya lefoko la Modimo, le ba ba se kang ba obamela sebatana, le fa e le setshwantsho sa sone, le gone ba se ka ba iteseletsa go tshwaiwa lotshwao mo diphatleng, le mo diatleng tsa bone; mme ba tshela ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di le sekete. Baswi ba ba setseng ba se ka ba tshela, ga ba ga tla ga tsamaya dinyaga tse di sekete tsa feta pele. E ke yone tsogo ya ntlha.

Revelation 20:11-15

Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone. Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso lwa ntsha baswi ba ba mo go lone, le Bobipo jalo; ba atlholwa botlhe ka fa ditirong tsa bone. Loso lwa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, le Bobipo jalo. Lo ke lone loso lwa bobedi, e bong bodiba jwa molelo. Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, o ne a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.

Revelation 21:1-4

Ka bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le le yo. Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe. Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setulong sa bogosi le re: “Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”

Revelation 21:5-8

Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko. Yo o fenyang o tlaa rua dilo tse, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe, le ene o tlaa nna morwaake. Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Revelation 21:27

Ga go ketla go tsena mo go one sepe se se itshekologileng gope, le fa e le ene yo o dirang se se makgapha le maaka; fa e se ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa botshelo lwa ga Kwana fela.

Revelation 22:11-12

Yo o leng tshiamololo, a a nne a dire tshiamololo; yo o leng leswe, a a nne a leswefadiwe; yo o leng tshiamo, a a nne a dire tshiamo, le yo o leng boitshepo a a nne a dirwe boitshepo fela jalo.” “Bonang, ke tloga ke tlaa ka bonako; tuelo ya me ke na nayo, gore ke duele motho mongwe le mongwe ka fa tiro ya gagwe e ntseng ka teng.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net