16 – Dijo tse di tlhabetsweng medimo ya diseto

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Dijo tse di tlhabetsweng medimo ya diseto.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

1 Corinthians 10:20-22

Ka re, dilo tse Baditšhaba ba di isang ditlhabelo ba di isetsa badimo, e seng Modimo. Ga ke rate lwa bo lo na le kabalano le badimo. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena, le senwelo sa badimo; ga lo ka ke lwa jela mo lomating lwa Morena, le mo lomating lwa badimo. Kgotsa a ke go re, re fufanya Morena? A re thata bogolo go ene?

1 Corinthians 8:10-13

Gonne fa motho a go bona, wena yo o nang le kitso, o jela mo tempeleng ya modimo wa sesetwa, segakolodi sa gagwe, fa se le bokoa, a ga se ketla se sosologela go ja dilo tse di iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo? Gonne yo o bokoa o swa ka ntlha ya kitso ya gago, e bong mokaulengwe yo Keresete o suleng ka ntlha ya gagwe. Jalo, e re ka lo leofela bakaulengwe, le digakolodi tsa bone di le bokoa, lo di ntsha dintho, lo bo lo leofela Keresete. Ke gone, fa dijo di kgopisa wa gaetsho, ga nketla ke tlhola ke ja nama gope, gore ke se ka ka kgopisa wa gaetsho.

Revelation 2:20

Mme ke go nyaletsa selo se, gore o leseletsa mosadi yo go tweng Jesebele, yo o ipitsang moperofeti wa sesadi; o a ruta, o fepisetsa batlhanka ba me mo kgokafalong, le mo go jeng dilo tse di iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 67

Genesis 35:2

Foo Jakobe a raya ba ntlo ya gagwe le botlhe ba o nang nabo a re: “Tlosang medimo e sele e e mo go lona, lo iitshekise, lo apare diaparo di sele.

Exodus 20:3-5

“O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang;

Exodus 23:13

“Dilo tsotlhe tse ke di buileng le lona, lo di tseye tsia, lo se ka lwa umaka maina a medimo e sele, a se ka a utlwiwa mo melomong ya lona.

Exodus 34:13-16

Lo tlaa rutla dibeso tsa bone, lo thubaganye difikantswe tse di motloutlo tsa bone, lo reme medimako ya bone. “Gonne ga o ketla o obamela modimo ope o sele; gonne Jehofa yo leina la gagwe go tweng, Kelefufa, ke Modimo o o lefufa ruri: O ka tla wa dira kgolagano le banni ba lefatshe, wa akafalela medimo ya bone, wa isetsa medimo ya bone tshupelo, mme mongwe a go bitse, mme o ye go ja tshupelo ya gagwe; wa tseisa bomorwao bomorwadia bone; bomorwadia bone ba akafalele medimo ya bone, ba fepe bomorwao, le bone ba akafalele medimo ya bone.

Leviticus 19:4

“Lo se ka lwa fapogela kwa medimong ya disetwa, lo se ka lwa itirela medimo e e thelwang; ke nna Jehofa Modimo wa lona.

Deuteronomy 5:7-9

“O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, e le setshwano sa sebopego sengwe se se kwa legodimong kwa godimo, kgotsa sa se se mo lefatsheng fa tlase, kgotsa sa se se mo metsing kwa tlase ga lefatshe. “O se ka wa di ikobela, le fa e le go di direla, gonne, Nna Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borra ba bone go ya kokomaneng ya boraro, le go ya mo go ya bone ya ba ba nkilang.

Deuteronomy 7:2-5

mme mogang Jehofa Modimo wa gago o ba go neelang fa pele ga gago o ba kgemetha; foo o ba senyetse ruri; o se ka wa dira kgolagano epe nabo, le fa e le go nna boutlwelobotlhoko mo go bone. Le gone o se ka wa nyalana nabo; ngwana wa gago wa mosetsana o se ka wa mo naya ngwana wa bone wa mosimane, le gone o se ka wa tseisa ngwana wa gago wa mosimane ngwana wa bone wa mosetsana. Gonne o tlaa faposa morwao mo go ntshaleng morago, gore ba direle medimo e sele, jalo bogale jwa ga Jehofa bo lo tukele, mme a go senye ka bonako. Lo ba direle jaana: Lo rutle dibeso tsa bone, lo thubaganye maje a bone a a emeng metloutlo, lo reme medimako ya bone, le ditshwantsho tsa bone tse di setilweng lo di fise ka molelo.

Deuteronomy 7:25-26

Ditshwantsho tse di setilweng tsa medimo ya yone lo di fise ka molelo; o se ka wa eletsa selefera kgotsa gouta tse di mo go yone, le fa e le go di itseela; o ka tla wa raelwa ke tsone; gonne ke makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago. Le gone o se ka wa isa se se makgapha mo ntlong ya gago, wa tswa selo se se neeletsweng jaaka sone; o se ilele ruri, o se tlhoele ruri, gone ke selo se se neeletsweng.

Deuteronomy 8:19-20

Go tlaa dirala gore, e re fa o lebala Jehofa Modimo wa gago, o sala medimo e sele morago, o e direla, o e obamela, ke supa ka ga lona gompieno, ka re, ruri lo tlaa nyelela. Jaaka merafe e Jehofa o e nyeletsang fa pele ga lona, le lona lo tlaa nyelela jalo; gonne lo no lo gana go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona.

Deuteronomy 12:32

“Le fa e le eng se ke se lo laolelang, lo tlhokomele sone go se dira; lo se ka lwa se oketsa le fa e le go se fokotsa.

Deuteronomy 32:16-17

Ba ne ba tlhotlheletsa lefufa la one ka medimo ya seeng, ba o gakatsa ka tse di makgapha. Ba ne ba isetsa badimo ditlhabelo, ba e neng e se Modimo ope, e le medimo e ba neng ba sa e itse, medimo e e sa tswang go tlhaga, e borra ba lona ba ne ba sa e tshabe.

1 Samuel 15:22-23

Samuele a re: “A Jehofa o ka itumelela ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo, jaaka a itumelela go akela lentswe la ga Jehofa? Bona, go utlwa go molemo bogolo go go isa tshupelo, le go reetsa bogolo go mahura a diphelefu. Gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi, le logwadi lo tshwana le tirelo ya medimo ya disetwa le ya mereo. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.”

2 Kings 10:26-27

Ba ntsha maje a a metloutlo a a ne a le mo ntlong ya ga Baale, ba a fisa ka molelo. Ba rutlolola setshwantsho se se thokgameng sa ga Baale, ba ba ba rutlolola ntlo ya ga Baale, ba e dira ntlo ya boithomelo fela, nako e sa le eno.

1 Chronicles 16:25-26

Gonne Jehofa o mogolo, o na le go bakwa segolo, le gone o na le go boifiwa bogolo go medimo yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela, ene Jehofa o dirile magodimo.

2 Chronicles 28:23

Gonne o na a isetsa medimo ya Damaseko tlhabelo, yone e e mo kgemethileng, mme a re: “E re ka medimo ya dikgosi tsa Siria e ne ya ba thusa, ke gone ka moo ke tlaa e isetsang tlhabelo, gore e nthuse.” Mme ga nna tshenyego ya gagwe le ya Baiseraele botlhe.

Psalms 96:4-5

Gonne Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa segolo; o na le go boifiwa bogolo go medimo yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela; mme ene Jehofa o dirile magodimo.

Psalms 115:4-8

Medimo ya bone ya disetwa ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho fela. E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone; e na le ditsebe, mme ga e utlwe; e na le dinko, mme ga e dupe; e na le diatla, mme ga e tshware; e na le dinao, mme ga e tsamaye; le gone ga e bue ka memetso ya yone. Ba ba e dirang ba tlaa tshwana nayo fela, ee, le mongwe le mongwe yo o ikanyang mo go yone.

Psalms 135:15-18

Medimo ya disetwa ya merafe ke selefera le gouta, tiro ya diatla tsa batho. E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone; e na le ditsebe, mme ga e utlwe; mme le gone ga go na mowa mo melomong ya yone. Ba ba e dirang ba tlaa tshwana nayo fela; ee, mongwe le mongwe yo o e ikanyang.

Isaiah 31:7

Gonne mo letsatsing leo motho mongwe le mongwe o tlaa latlha medimo ya gagwe ya disetwa ya selefera, le medimo ya gagwe ya disetwa ya gouta, e diatla tsa lona tota di e lo diretseng go nna boleo.

Isaiah 37:19

Di latlhetse medimo ya yone mo molelong; ka go bo e ne e se medimo ya sepe, fa e se tiro ya diatla tsa batho fela, dikgong le maje; ke gone ka mo di e sentseng.

Isaiah 42:8

Ke nna Jehofa; ke lone leina la me; le kgalalelo ya me ga nketla ke e naya o sele, le fa e le pako ya me dithswantsho tse di setilweng.

Isaiah 42:17

Ba ba ikanyang ditshwantsho tsa disetwa, ba raya ditshwantsho tse di thetsweng ba re: ‘Lo medimo ya rona.’ ba tlaa bosediwa morago, ba tlhajwa ke ditlhong ruri.”

Jeremiah 1:16

“Ke tlaa bolela ditshekiso tsa me ka ga boikepo jotlhe jwa bone; ka ba ntatlhile, ba fiseditse medimo e sele maswalo, ba obametse tse e leng ditiro tsa diatla tsa bone fela.

Jeremiah 7:18-20

Bana ba tle ba rwalele, borraabo ba gotse molelo, basadi ba dube boupe go tla ba direla mohumagadi kgosi ya legodimo dinkgwenyana, le go thelela medimo e sele ditshupelo tse di nowang, gore ba tle ba ntlhotlheletsa bogaleng. A ba bo ba ntlhotlheleletsa bogaleng? Go bua Jehofa; a ga go itlhotlheletse bone ka bosi, ba itshosobaganya difatlhogo tsa bone? Ke gone ka moo Jehofa Modimo o buang jaana, a re: ‘Bonang, go tlaa goromelediwa bogale jwa me le tšarologo ya me mo felong fa, mo mothong le mo kgomong, le mo ditlhareng tsa naga, le mo loungong lwa mmu; mme go tlaa tuka molelo, ga go ketla go tingwa.’ ”

Jeremiah 10:14-15

Motho mongwe le mongwe o fetogile sefolofolo, mme a se na kitso; mothudi wa gouta mongwe le mongwe o tlhabisiwa ditlhong ke setshwantsho sa gagwe se se setilweng; gonne setshwantsho sa gagwe se se thetsweng ke maaka, go bile go se na mowa mo go tsone. Di boithamako, ke tiro ya phoro; mo motlheng wa tshekiso ya tsone di tlaa nyelela.

Jeremiah 19:3-4

O re: ‘Utlwang lefoko la ga Jehofa lona dikgosi tsa Juta, le banni ba Jerusalema; Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa lere bosula mo felong fa, mme le fa e le mang yo o bo utlwelang, ditsebe tsa gagwe di tlaa suma. Gonne ba ntatlhile, ba dirile golo fa golo go sele fela, ba fiseditse medimo e sele maswalo teng, e ba ne ba sa e itse, bone le fa e le borraabo, le fa e le dikgosi tsa Juta; ba tladitse madi a ba ba se nang molato mo felong fa;

Jeremiah 19:13

Matlo a Jerusalema, le matlo a dikgosi tsa Juta, a a itshekolotsweng, a tlaa nna jaaka felo ga Tofethe, e bong matlo otlhe a ba fiseditseng bontsi jwa legodimo maswalo mo godimo ga ditlhomeso tsa one, ba ba ba thelela medimo e sele ditshupelo tse di nowang teng.’ ”

Jeremiah 44:15-19

Foo banna botlhe ba ba itseng fa basadi ba bone ba tle ba fisetse medimo e sele maswalo, le basadi botlhe ba ba emeng teng, e le phuthego e kgolo, e bong batho botlhe ba ba agileng mo lefatsheng la Egepeto, mo Patherose, ba fetola Jeremia, ba re: “Ka ga lefoko le o le buileng le rona ka leina la ga Jehofa, ga re ketla re go reetsa. Lefoko lengwe le lengwe le le duleng mo molomong wa rona re tlaa le dira ruri, la go fisetsa kgosi ya sesadi ya legodimo maswalo, le go e thelela ditshupelo tse di nowang, jaaka re dirile, rona le borraetsho, le dikgosi tsa rona, le dikgosana tsa rona, mo metseng ya Juta, le mo mebileng ya Jerusalema: gonne ka baka loo re ne re na le dijo tse di tletseng, mme ra tshela sentle, re sa bone bosula bope. Re sa le re bakela go fisetsa kgosi ya sesadi ya legodimo maswalo, le go e thelela ditshupelo tse di nowang, re ntse re tlhoka dilo tsotlhe, mme re ntse re nyelediwa ke tšhaka le ke popamo.” “A e ne ya re re ntse re fisetsa kgosi ya sesadi ya legodimo maswalo re e thelela ditshupelo tse di nowang, a re kile ra e direla dinkgwenyana tse di papetla go e tshwantsha, le fa e le go e thelela ditshupelo tse di nowang re sena banna ba rona?”

Jeremiah 44:22-23

Ga ba ga retelela Jehofa go tlhola a itshokile, ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona, le ka ntlha ya dilo tse di makgapha tse lo di dirileng; ke gone ka moo lefatshe la lona le ntseng tshwafalo, le kgakgamatso le phutso go sena monni, jaaka go ntse gompieno. Ereka lo fisitse maswalo, le gone ka lo leofetse Jehofa, mme lo se ka lwa akela lentswe la ga Jehofa, le fa e le go sepela mo molaong wa gagwe, le fa e le mo ditaong tsa gagwe, le fa e le mo ditshupong tsa gagwe; ke gone ka moo bosula jo bo lo dirafaletseng, jaaka go ntse gompieno.”

Jeremiah 51:17-18

“Motho mongwe le mongwe o fetogile sefolofolo mo o bileng a sena kitso; mothudi mongwe le mongwe wa gouta o tlhabisiwa ditlhong ke setshwantsho sa gagwe se se setilweng; gonne setshwantsho sa gagwe se se thetsweng ke maaka, go bile go sena mowa mo go tsone. Di boithamako, ke tiro ya phoro; mo motlheng wa tshekiso ya tsone di tlaa nyelela.

Daniel 5:23

O ikgodiseditse Morena wa legodimo; mme ba lerile dijana tsa ntlo ya gagwe fa pele ga gago, mme wena, le bagolwane ba gago, le basadi ba gago, le bagadingwana ba gago lo nwetse bojalwa jwa mofine mo go tsone; o bakile medimo ya selefera, ya gouta, ya kgotlho, ya tshipi, ya logong le ya lentswe, e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa itseng; mme Modimo o go hema ga gago go leng mo seatleng sa one, le o ditsela tsotlhe tsa gago di leng tsa one, ga o a o galaletsa.

Hosea 8:4

“Ba tlhomile dikgosi, mme e seng ka nna; ba dirile dikgosana ke sa go itse; ba itiretse medimo ya disetwa ka selefera sa bone le gouta ya bone, gore ba tle ba kgaolwe.

Hosea 11:2

Fela jaaka ba ne ba ba bitsa, ba bo ba tloga ba tswa mo go bone jalo; ba ya ba isetsa Bobaale ditlhabelo, ba fisetsa ditshwantsho tse di setilweng maswalo.

Habakkuk 2:18

Setshwantsho se se setilweng se thusang, fa e bo ne ne modiri wa sone a se setile; le setshwantsho se se thetsweng, le moruti wa maaka, fa e bo ne ne modiri wa tiro ya gagwe a ikanya mo go sone, a dira medimo ya disetwa e e sa bueng?

Matthew 5:17-19

“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela. Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele. Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo.

Mark 7:18-19

Mme a ba raya a re: “A le lona lo ntse jaana lo se na tlhaloganyo? A ga lo lemoge gore, se se kwa ntle ga motho, fa se tsena mo go ene, ga se ka ke sa mo itshekolola; gonne ga se tsene mo pelong, fa e se mo mpeng fela, mme se ye go tswela kwa ntle?” Mme moo, a go bua, e le go itshekisa dijo tsotlhe.

Luke 16:10

Yo o ikanyegang mo go se sennye, o okanyega le mo go se segolo; yo o sa siamang mo go se sennye, ga a a siama le mo go se segolo.

Luke 16:13

“Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tlaa ila mongwe, a rate yo mongwe; kgotsa a ngaparele mongwe, a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.”

Acts 14:13-15

Moperesiti wa ga Jupitere, yo tempele ya gagwe e leng fa pele ga motse, a lere dikgomo le mekgabo ya ditšheše fa dikgorong tsa motse, mme a rata go isa setlhabelo le matshutitshuti a batho. E rile baaposetole, Barenabase le Paulo, ba utlwa jalo, ba ikgagola diaparo, ba tlolela mo bontsing ba goa, ba re: “Banna, lo direlang dilo tse? Le rona re batho ba re nang le maikutlo a a etsang a lona, re lo leretse Mafoko a a Molemo a go re, lo tlogele dilo tse tsa boithamako, lo sokologele mo Modimong o o tshedileng, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone;

Acts 15:20

mme a re ba kwaleleng, gore ba ithibe mo go tse di leswefatsang tsa medimo ya disetwa, le mo boakeng, le mo go se se betilweng, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng.

Acts 15:28-29

Gonne, go le Mowa o o Boitshepo, go le rona, re fitlhetse go le molemo gore re se ka ra lo baya morwalo ope go fetisa dilo tse di tshwanetseng tse; e bong gore lo ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo dilong tse di betilweng, le mo boakeng; tse e tlaa reng fa lo ithibile mo go tsone, go bo go tlaa nna molemo mo go lona. Dumelang.”

Acts 17:16

E rile ka Paulo a sa ntse a ba nnetse mo Athene, mowa wa gagwe wa tlhotlheletsega mo teng ga gagwe, ka a bona motse o tletse medimo ya disetwa.

Acts 17:29-31

Ke gone e re ka re le lotsalo lwa Modimo, ga re a tshwanela go gopola fa o e leng Modimo tota o ka tshwana le gouta, le fa e le selefera, le fa e le lentswe le le setilweng ka botswerere le maano a motho. Ke gone, metlha ya botlhoka kitso, Modimo o ne wa e tlhokomologa; mme gompieno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaye ka ntlha tsotlhe, ka o tlhomile letsatsi le o tlaa atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mo laotseng; mo, o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo tsositse mo baswing.”

Acts 21:25-26

Mme ka ga Baditšhaba ba ba dumetseng, re kile ra kwala, ra atlhola gore ba ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo se se betilweng, le mo boakeng.” Foo Paulo a tsaya banna bao, ya re ka moso a itshekisiwa nabo, mme a tsena mo tempeleng, a supa fa malatsi a go itshekisiwa a dirafetse, a ba a nna teng ga tsamaya tshupelo ya isediwa mongwe le mongwe wa bone.

Romans 1:22-23

Ya re ka ba ikaya botlhale, ba tswa dieleele fela; kgalalelo ya Modimo o o sa boleng, ba e fetola setshwantsho se se mo tshwanong ya motho yo o bolang, le ya dinonyane, le ya tse di maoto mane, le tse di gagabang.

Romans 14:1-2

Yo o bokoa mo tumelong lo mo amogele, e seng go tsena mo dikgannyeng tse di belaesegang. Motho mongwe o na le tumelo ya go ja dilo tsotlhe; mme yo o bokoa a je merogo fela.

1 Corinthians 6:19-20

Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona; gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa, ke gone galaletsang Modimo mo mmeleng wa lona.

1 Corinthians 8:1-3

Jaana ka ga dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, re a itse fa re na le kitso rotlhe. Kitso e a gogomosa, mme lorato lo a agelela. Fa motho a gopola gore o itse sengwe, ga a ise a itse jaaka a tshwanetse go itse; Mme fa motho a rata Modimo, ene o itsiwe ke Modimo.

1 Corinthians 8:4-6

Ke gone, ka ga go ja dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, re a itse fa modimo wa sesetwa e se sepenyane, mme go se na modimo ope, fa e se o mongwe fela. Gonne le fa go na le e e bidiwang medimo kwa legodimong le mo lefatsheng; jaaka go na le medimo e le mentsi, le barena ba le bantsi; le fa go ntse jalo mo go rona, go Modimo o le mongwe fela, e bong Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, le rona re nnetse ene; e bile go Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete, yo dilo tsotlhe di emeng ka ene, le rona ka ene.

1 Corinthians 8:7-13

Le fa go ntse jalo kitso eo ga e mo bathong botlhe. Bangwe, e re ka ba lemilwe ke modimo wa sesetwa, le jaana ba ja dijo tse ka go re, ke dijo tse di iseditsweng modimo wa sesetwa; mme dipelo tsa bone, ka di le bokoa, di leswafadiwe. Ga re ketla re lebosega mo Modimong ka dijo; ka gobo le fa re sa je, ga re tlhaele sepe; le gone le fa re ja, ga re oketsege mo go sepe. Lo itise e se re kgotsa thata e ya lona ya tswa sekgopiso mo go ba ba bokoa. Gonne fa motho a go bona, wena yo o nang le kitso, o jela mo tempeleng ya modimo wa sesetwa, segakolodi sa gagwe, fa se le bokoa, a ga se ketla se sosologela go ja dilo tse di iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo? Gonne yo o bokoa o swa ka ntlha ya kitso ya gago, e bong mokaulengwe yo Keresete o suleng ka ntlha ya gagwe. Jalo, e re ka lo leofela bakaulengwe, le digakolodi tsa bone di le bokoa, lo di ntsha dintho, lo bo lo leofela Keresete. Ke gone, fa dijo di kgopisa wa gaetsho, ga nketla ke tlhola ke ja nama gope, gore ke se ka ka kgopisa wa gaetsho.

1 Corinthians 10:14-15

Ke gone baratwa ba me, tshabang kobamelo ya medimo ya disetwa. Ke bua jaaka fa go buiwa le batho ba ba botlhale; akanyang se ke se buang.

1 Corinthians 10:18-22

Bonang Iseraele ka fa nameng. Ba ba jang ditlhabelo, a ga ba na kabalano le sebeso? Ke a bo ke reng? A ke go re, se se isediwang modimo wa sesetwa setlhabelo ke selo sengwe, kgotsa modimo wa sesetwa ka osi ke selo sengwe? Ka re, dilo tse Baditšhaba ba di isang ditlhabelo ba di isetsa badimo, e seng Modimo. Ga ke rate lwa bo lo na le kabalano le badimo. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena, le senwelo sa badimo; ga lo ka ke lwa jela mo lomating lwa Morena, le mo lomating lwa badimo. Kgotsa a ke go re, re fufanya Morena? A re thata bogolo go ene?

1 Corinthians 10:23-30

Dilo tsotlhe di letlelesegile; mme dilo tsotlhe ga di molemo go dirwa. Dilo tsotlhe di letlelesegile; mme dilo tsotlhe ga di agelele. A go se nne motho ope yo o ipatlelang molemo fela, mme a mongwe le mongwe a batlele wa ga gabo molemo. Tsotlhe tse di rekisiwang kwa botlhabelong lo di je fela, lo sa botse sepe ka ntlha ya segakolodi, gonne lefatshe ke la Morena le botlalo jwa lone. Fa mongwe wa ba ba sa dumelang a lo laletsa modiro, mme lo rata go ya; se lo se fiwang lo se je fela lo sa botse sepe, ka ntlha ya segakolodi. Mme fa motho mongwe a lo raya a re: “Selo se, se ne se isitswe setlhabelo,” foo lo se ka lwa se ja, ka ntlha ya yo o se kaileng, le ka ntlha ya segakolodi. Fa ke re segakolodi, ga ke reye sa gago, ke raya sa yo mongwe; gonne go itaola ga me go a bo go sekisediwang ka segakolodi sa o sele? Fa ke ja ka tshegofatso, ke bolelwa ka bosula ka ntlha yang ka ga se ke se lebogetseng?

1 Corinthians 10:31-33

Ke gone, le fa loo ja, le fa loo nwa, le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, tsotlhe, fela lo di direle kgaleletso ya Modimo. Se kgopiseng bape, le fa e le Bajuta, le fa e le Bagerika, le fa e le phuthego ya Modimo; fela jaaka le nna ke kgatlha batho botlhe mo dilong tsotlhe, ke sa itirele, mme ke direla ba ba leng bantsi, gore ba tle ba bolokwe.

2 Corinthians 6:14-17

Se pataganeleng jokwe le ba ba sa dumeleng, e le mo go sa lekalekaneng; gonne tshiamo e na le bolekane bofe le tshiamololo? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi? Keresete o na le kutlwano efe le Beliale? Kgotsa yo o dumelang o na le kabelo efe le yo o sa dumeleng? Le tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medimo ya disetswa? Gonne rona re tempele ya Modimo o o tshedileng; fela jaaka Modimo o rile: “Ke tlaa aga mo go bone, ke ba ke tsamaya mo go bone; mme ke tlaa nna Modimo wa bone, mme ba tlaa nna batho ba me.” Ke gone: “Tswang mo gare ga bone, lo lomologane,” go bua Morena, “lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; mme ke tlaa lo amogela.”

Colossians 2:16-17

Ke gone a ope a se ka a lo nyatsa ka ga go ja, le fa e le go nwa, le fa e le ka ga letsatsi la modiro, le fa e le ka ga kgwedi e e rogwang, le fa e le ka ga letsatsi la Sabata; e le dilo tse e leng meriti ya dilo tse di tlang; mme mmele ke wa ga Keresete.

Colossians 2:20-23

Fa lo ne lo sule le Keresete ka ga ditlhaka tsa kitso ya lefatshe, ke ka ntlha yang fa e bo ne ne lo ineela mo melaong, jaaka e kete lo sa ntse lo tshedile mo lefatsheng, jaaka go twe: “Se tshwareng se ka diatla, se lekeng se ka molomo, se ameng sele!” ka fa ditaolong le dithutong tsa batho, mme go rewa dilo tse di nang le go senyega tsotlhe mo go tshwarweng. Le gale, ke dilo tse di nang le setshwantsho sa botlhale mo kobamelong e e itaolelwang ke motho, le mo boikokobetsong, le mo go tlhokeng go rekegela mmele; mme ga di na thuso go thiba kgatlhego ya nama.

1 Thessalonians 1:9

Gonne le bone ka bosi ba bolela ka ga rona, go tsena ga rona mo go lona, ka fa go ne go ntse ka teng; le ka fa lo kgaoganyeng le medimo ya disetwa ka teng, lwa sokologela mo Modimong, go direla Modimo o o tshedileng le o o boammaaruri;

1 Timothy 4:1-5

Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo. Ka boitimokanyo jwa batho ba ba buang maaka, e le ba digakolodi tsa bone di ntseng jaaka e kete di fisitswe ka tshipi e e molelo; ba itsa batho go nyala, ba laola gore go ilwe dijo tse Modimo o di tlhophetseng go amogelwa ka tebogo ke ba ba dumelang le ba ba itseng boammaaruri. Gonne sebopiwa sengwe le sengwe sa Modimo se molemo, ga go sepe se se nang le go ganwa, fa se amogelwa ka tebogo; gonne se a bo se itshepisiwa ka lefoko la Modimo le ka thapelo.

James 1:22-24

Lo nne badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela, lo iphora fela. Gonne fa motho mongwe a le moutlwi wa lefoko, mme a se modiri wa lone, o tshwana le motho yo o iponang sefatlhogo sa gagwe sa tlholego mo seiponing; gonne o a ipona, a tsamaye, a tloge a lebale ka bonako popego ya gagwe ka fa e ne e ntse ka gone.

1 John 3:4

Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o dira boiphefero mo molaong; boleo ke boiphefero mo molaong.

1 John 5:21

Banyana ba me, ikefeng mo medimong ya disetwa.

2 John 1:9-11

Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

Revelation 2:14

Go na le dilo dingwenyana tse ke di go nyaletsang, ka o na le bangwe koo ba ba dumelang thuto ya ga Balaame, yo o ne a ruta Balake go baya sekgopiso fa pele ga bana ba Iseraele, gore ba je dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le go dira kgokafalo.

Revelation 2:20-23

Mme ke go nyaletsa selo se, gore o leseletsa mosadi yo go tweng Jesebele, yo o ipitsang moperofeti wa sesadi; o a ruta, o fepisetsa batlhanka ba me mo kgokafalong, le mo go jeng dilo tse di iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo. Mme ka mo naya lobaka gore a ikwatlhaye; mme ga a rate go ikwatlhaela kgokafalo ya gagwe. Bona, ene ke mo latlhela mo bolaong, le ba ba dirang boaka nae, mo pitlaganong e kgolo, fa ba sa ikwatlhaele ditiro tsa bone. Ke tlaa bolaya bana ba gagwe ka loso; mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse fa ke le ene yo ke hukutsang diphilo le dipelo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona ka fa ditirong tsa lona.

Revelation 9:20

Mme ba ba setseng ba losika lwa batho, ba ba se kang ba bolawa ke dipetso tse, ga ba a ka ba ikwatlhaela ditiro tsa diatla tsa bone, le fa e le go khutla go obamela badimo le medimo ya disetwa ya gouta, le ya selefera, le ya kgotlho, le ya lentswe, le ya logong; e le dilo tse di sa ka keng tsa bona, le fa e le go utlwa, le fa e le go tsamaya:

Revelation 21:8

Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net