17 – Madumedi a maaka

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Madumedi a maaka.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Psalms 115:4-8

Medimo ya bone ya disetwa ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho fela. E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone; e na le ditsebe, mme ga e utlwe; e na le dinko, mme ga e dupe; e na le diatla, mme ga e tshware; e na le dinao, mme ga e tsamaye; le gone ga e bue ka memetso ya yone. Ba ba e dirang ba tlaa tshwana nayo fela, ee, le mongwe le mongwe yo o ikanyang mo go yone.

Exodus 20:3-5

“O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang;

Leviticus 20:27

“Le monna, kgotsa mosadi yo o buang le badimo, kgotsa yo o leng moloi, ba bolawe ruri, a ba ba kgobotletse ka maje; madi a bone a a nne mo go bone.”

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 176

Genesis 3:1

Jaana noga ya bo e le boferefere bogolo go ditshedi tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re: “Kana, a ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?”

Genesis 11:4-9

Ba re: “Tlang re ikageleng motse, le kago e e godileng e setlhowa sa yone se tlaa fitlhang kwa legodimong, mme a re itireleng leina; e se re kgotsa ra phatlalalela mo lefatsheng lotlhe.” Mme Jehofa a fologela go bona motse, le kago e e godileng e bana ba batho ba e agang. Jehofa a re: “Bonang, ke batho ba le bangwe fela, ba bile ba na le puo e le nngwe fela botlhe; mme se ke sone se ba simololang go se dira. Jaanong ga ba ketla ba kgoreletsega mo go sepe se ba ikaeletseng go se dira. Tlang re fologeng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gone, gore ba se ka ba utlwana mo puong.” Jalo Jehofa a ba phatlalaletsa le lefatshe lotlhe; mme ba khutla go aga motse. Ke gone ka moo, leina la gone go tulweng Babele, ka gobo Jehofa a petekantse puo ya lefatshe lotlhe gone; Jehofa a ba phatlalaletsa le lefatshe lotlhe go tswa gone.

Genesis 16:11-12

Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “Bona, o moimana jaana, o tlaa bona ngwana wa mosimane; o tlaa raya ngwana leina o re: ‘Išemaele’, ka gobo Jehofa o utlwile patikego ya gago. “Ene o tlaa nna jaaka esela ya naga mo bathong; o tlaa lwantsha motho mongwe le mongwe; le motho mongwe le mongwe o tlaa mo lwantsha. O tlaa aga a lebaganye le bana botlhe ba ga rraagwe.”

Genesis 17:18-21

Aberahame a raya Modimo a re: “A bo Išemaele a ka ka a tshela a le fa pele ga gago.” Modimo wa re: “Nnyaa, Sara mosadi wa gago o tlaa bona ngwana wa mosimane nao, o tlaa mo raya leina o re, Isake. Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me nae, le losika lwa gagwe sefularong sa gagwe go nna kgolagano e e sa khutleng. Ka ga Išemaele, ke go utlwile. Bona, ke mo segofaditse, ke tlaa mo atisa, ke tlaa mo ntsifatsa mo go golo thata. O tlaa tsala dikgosana di le 12, ke tlaa mo dira morafe o mogolo. Kgolagano ya me ke tlaa e tlhomamisa le Isake yo Sara o tlaa mmonang nao, ka lobaka lono lo lo tlhomameng lwa isago.”

Genesis 17:23

Aberahame a tsaya Išemaele morwawe, le botlhe ba ba tsaletsweng mo tlong ya gagwe, le botlhe ba ba rekilweng ka madi a gagwe, banna le basimane botlhe mo bathong ba ntlo ya ga Aberahame, a rupisa nama ya letlalo la bonna jwa bone ka letsatsi leo fela, jaaka Modimo o buile nae.

Exodus 7:10-13

Moše le Arone ba tsena kwa go Faro ba dira jaaka Jehofa a ne a laotse; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Faro le fa pele ga batlhanka ba gagwe, mme ya fetoga noga. Foo Faro le ene a bitsa matlhale le baloi; le bone ba dira fela jalo ka mereo ya bone, e le bone dingaka tsa Egepeto. Ka gobo monna mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe, mme tsa fetoga dinoga; mme thobane ya ga Arone ya kometsa dithobane tsa bone. Pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile.

Exodus 7:22

Dingaka tsa Egepeto tsa dira fela jalo ka mereo ya tsone; pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile.

Exodus 8:6-7

Arone a otlolola letsogo la gagwe godimo ga metsi a Egepeto; mme digwagwa tsa tlhatloga tsa khurumetsa lefatshe la Egepeto. Dingaka tsa dira fela jalo ka mereo ya tsone, tsa tlhatlosa digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.

Exodus 8:17-19

Ba dira jalo; Arone a otlolola letsogo la gagwe le tshotse thobane ya gagwe, a itaya lorole lwa lefatshe, mme ga nna dinta mo mothong le mo diruiweng; lorole lotlhe lwa lefatshe lwa nna dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Dingaka le tsone tsa dira jalo ka mereo ya tsone go ntsha dinta, mme tsa retelelwa. Ga nna dinta mo mothong le mo diruiweng. Foo dingaka tsa raya Faro tsa re: “Seo se, ke mongwana wa Modimo.” Mme pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile.

Exodus 9:11

Dingaka tsa retelelwa ke go ema fa pele ga Moše ka ntlha ya diso; gonne diso di ne di le mo dingakeng le mo go Baegepeto botlhe fela.

Exodus 20:3-5

“O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang;

Exodus 20:23

Lo se ka lwa dira medimo e sele lwa e pataganya le nna; medimo ya selefera le fa e le medimo ya gouta, lo se ka lwa e itirela.

Exodus 22:18

“Mosadi yo o moloi a se leselediwe go tshela.

Exodus 22:20

“Yo o isetsang modimo mongwe le fa e ka nna ofe tlhabelo, fa e se Jehofa a le esi, a a senyediwe ruri.

Exodus 23:13

“Dilo tsotlhe tse ke di buileng le lona, lo di tseye tsia, lo se ka lwa umaka maina a medimo e sele, a se ka a utlwiwa mo melomong ya lona.

Exodus 32:1-4

E rile batho ba bona fa Moše a diegile go fologa mo thabeng, ba iphuthela kwa go Arone, ba mo raya ba re: “Nanoga o re direle medimo e e tlaa re etelelang pele; gonne ka ga motho yo Moše, motho yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse kwa o ileng gone.” Arone a ba raya a re: “Rolang manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa basadi ba lona, le tsa bomorwaa lona, le tsa bomorwadia lona, lo a lere kwano go nna.” Batho botlhe ba rola manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa bone, ba a lere mo go Arone. A a amogela mo go bone, a seta ka seseta, a a dira namane e e thetsweng; mme ba re: “E ke yone medimo ya gago wena Iseraele, e e go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”

Exodus 32:8-10

Ba akofile ba fapoga tsela e ke e ba laoletseng; ba itiretse namane e e thetsweng, ba e obametse, ba e iseditse tshupelo, ba re: ‘E ke yone medimo ya gago wena Iseraele, e e go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ ” Jehofa a raya Moše a re: “Ke e bonye tšhaba e, gore ke tšhaba e e thamo e thata; jaana ka re ntesa, o mme bogale jwa me bo ba tukele, gore ke tle ke ba nyeletse; mme wena ke tlaa go dira morafe o mogolo.”

Exodus 32:31

Moše a ba a boela kwa go Jehofa a re: “Ijo! batho ba ba leofile boleo jo bogolo, ba itiretse medimo ya gouta.

Exodus 34:13-17

Lo tlaa rutla dibeso tsa bone, lo thubaganye difikantswe tse di motloutlo tsa bone, lo reme medimako ya bone. “Gonne ga o ketla o obamela modimo ope o sele; gonne Jehofa yo leina la gagwe go tweng, Kelefufa, ke Modimo o o lefufa ruri: O ka tla wa dira kgolagano le banni ba lefatshe, wa akafalela medimo ya bone, wa isetsa medimo ya bone tshupelo, mme mongwe a go bitse, mme o ye go ja tshupelo ya gagwe; wa tseisa bomorwao bomorwadia bone; bomorwadia bone ba akafalele medimo ya bone, ba fepe bomorwao, le bone ba akafalele medimo ya bone. “O se ka wa itirela medimo epe e e thelwang.

Leviticus 17:7

Ditlhabelo tsa bone ba se ka ba tlhola ba di isetsa badimo dikapodi, ba, ba ba latelang ba ba akafalela. O, e tlaa nna molao mo go bone ka bosakhutleng mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone.

Leviticus 19:4

“Lo se ka lwa fapogela kwa medimong ya disetwa, lo se ka lwa itirela medimo e e thelwang; ke nna Jehofa Modimo wa lona.

Leviticus 19:26

“Lo se ka lwa ja sepe se se nang le madi a sone, le gone lo se ka lwa dira mereo, le fa e le go swaba ka eng le eng.

Leviticus 19:28

Lo se ka lwa itshegakela baswi mebele ya lona, le fa e le go ikwala mmele ka gope, ke nna Jehofa.

Leviticus 19:31

“Se fapogeleng kwa go bone ba ba buang le badimo, le fa e le kwa go bone ba ba loang; lo se ka lwa ba batla go tla lo itshekololwa ke bone; ke nna Jehofa Modimo wa lona.

Leviticus 20:2-3

“Gape o reye bana ba Iseraele o re: Le fa e le mang wa bana ba Iseraele, kgotsa wa baeng ba ba jakileng mo Iseraele, yo o nayang Moleke mongwe wa losika lwa gagwe; a a bolawe ruri, batho ba lefatshe ba mo kgobotletse ka maje. Le nna ke tlaa bifela motho yoo, ke tlaa mo kgaola mo bathong ba ga gabo; gonne o neile Moleke mongwe wa losika lwa gagwe go itshekolola felo ga me ga boitshepo, le go tlhapatsa leina la me le le boitshepo.

Leviticus 20:6

“Motho yo o fapogelang kwa go bone ba ba buang le badimo, le kwa baloing ba ba akafalela, ke tlaa bifela motho yoo fela, ke mo kgaola mo bathong ba ga gabo.

Leviticus 20:27

“Le monna, kgotsa mosadi yo o buang le badimo, kgotsa yo o leng moloi, ba bolawe ruri, a ba ba kgobotletse ka maje; madi a bone a a nne mo go bone.”

Leviticus 26:1

“Lo se ka lwa itirela medimo ya disetswa, le gone lo se ka lwa ikemisetsa setshwantsho se setilweng, le fa e le sefikantswe se se motloutlo, le gone lo se ka lwa baya lentswe lepe le le tshwantshitsweng ka sengwe mo lefatsheng la lona, go tla lo le obamela; gonne ke nna Jehofa Modimo wa lona.

Leviticus 26:30

Ke tlaa senya mafelo a lona a a tlotlometseng, ke tlaa rema ditshwantsho tsa lona tsa letsatsi, ke latlhela ditoto tsa lona mo godimo ga ditoto tsa medimo ya lona ya disetwa, mowa wa me o tlaa lo tlhoa.

Numbers 33:52

foo lo leleke banni botlhe ba lefatshe fa pele ga lona, lo senye maje a bone otlhe a a tshwantsheditseng, lo bo lo senye ditshwantsho tsa bone tsotlhe tse di thetsweng, lo nyeletse mafelo otlhe a bone a a tlotlometseng;

Deuteronomy 4:15-19

“Ke gone lo itiseng thata; gonne ga lo a ka lwa bona popego epe ka tsatsi le Jehofa a buileng le lona ka lona mo Horebe a le mo gare ga molelo; gore lo tle lo se ka lwa ipodisa, lwa itirela setshwantsho se se setilweng, se se tshwanang le popego nngwe ya setshwano sa se setona, kgotsa sa se senamagadi, le fa e le setshwano sa setshedi sengwe se se mo lefatsheng, le fa e le setshwano sa nonyane nngwe e e diphuka e e fofang mo loaping, le fa e le setshwano sa sengwe se se gagabang fa fatshe, le fa e le setshwano sa tlhapi nngwe e e mo metsing tlase ga lefatshe. Le gone gore o tle o se ka wa tsholeletsa matlho a gago legodimong, mme ya re o bona letsatsi le kgwedi le dinaledi, le lesomosomo lotlhe la legodimo, wa faposediwa koo wa di obamela, wa di direla, e le dilo tse Jehofa Modimo wa gago o di abetseng ditšhaba tsotlhe tse di fa tlase ga legodimo lotlhe fela.

Deuteronomy 4:24

Gonne Jehofa Modimo wa gago ke molelo o o lailang, ke Modimo o o lefufa.

Deuteronomy 5:7-9

“O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, e le setshwano sa sebopego sengwe se se kwa legodimong kwa godimo, kgotsa sa se se mo lefatsheng fa tlase, kgotsa sa se se mo metsing kwa tlase ga lefatshe. “O se ka wa di ikobela, le fa e le go di direla, gonne, Nna Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borra ba bone go ya kokomaneng ya boraro, le go ya mo go ya bone ya ba ba nkilang.

Deuteronomy 6:14-15

Lo se ka lwa lata medimo e sele, ya medimo ya ditšhaba tse di mo tikologong ya lona, gonne Jehofa Modimo wa gago ke Modimo o o lefufa mo gare ga gago; e se re kgotsa bogale jwa ga Jehofa Modimo wa gago jwa go tukela, mme a go senya wa nyelela mo lefatsheng.

Deuteronomy 7:3-5

Le gone o se ka wa nyalana nabo; ngwana wa gago wa mosetsana o se ka wa mo naya ngwana wa bone wa mosimane, le gone o se ka wa tseisa ngwana wa gago wa mosimane ngwana wa bone wa mosetsana. Gonne o tlaa faposa morwao mo go ntshaleng morago, gore ba direle medimo e sele, jalo bogale jwa ga Jehofa bo lo tukele, mme a go senye ka bonako. Lo ba direle jaana: Lo rutle dibeso tsa bone, lo thubaganye maje a bone a a emeng metloutlo, lo reme medimako ya bone, le ditshwantsho tsa bone tse di setilweng lo di fise ka molelo.

Deuteronomy 12:2-4

Ruri, lo tlaa senya mafelo otlhe kwa merafe e lo tlaa e ruang e diretseng medimo ya yone gone, mo dithabeng tse di godileng, mo makhubung le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. Lo rutle dibeso tsa bone, lo thubaganye maje a bone a a metloutlo, lo fise medimako ya bone ka molelo; lo reme ditshwantsho tse di setilweng tsa medimo ya bone; lo senyetse ruri leina la tsone mo felong foo. “Lo se ka lwa direla Jehofa Modimo wa lona jalo.

Deuteronomy 12:30-31

o itise gore o se ka wa raelwa wa e sala morago, e sena go senyediwa fa pele ga gago; le gore o se ka wa botsa ka ga medimo ya yone, wa re: ‘Ana merafe e e tle e direle medimo ya yone jang? Le nna ke dire fela jalo.’ O se ka wa direla Jehofa Modimo wa gago jalo; gonne sengwe le sengwe se se makgapha mo go Jehofa, se o se ilang, ba bo ba se diretse medimo ya bone; gonne le ba e leng bana ba bone ba basimane le ba basetsana ba tle ba ba fisetse medimo ya bone mo molelong.

Deuteronomy 13:1-3

“E re fa go tsoga moperofeti mo gare ga gago, le fa e le molori wa ditoro, mme a go naya sesupo kgotsa segakgamatsi, mme sesupo kgotsa segakgamatsi seo se dirala, se o buileng nao ka ga sone, a re: ‘A re saleng medimo e sele morago, e o iseng o e itse, a re e direleng’; o se ka wa reetsa mafoko a moperofeti yoo, kgotsa molori yoo wa ditoro; gonne Jehofa Modimo wa lona o a lo leka, go itse boo lo rata Jehofa Modimo wa lona ka pelo yotlhe ya lona le ka mowa otlhe wa lona.

Deuteronomy 13:6-8

“Fa morwa rraago, morwa mmaago, kgotsa morwao, kgotsa morwadio, kgotsa mosadi yo o nnang mo sehubeng sa gago, kgotsa tsala ya gago e e ntseng jaaka mowa wa gago, fa a go fepa mo sephiring, a re: ‘A re ye go direla medimo e sele,’ e o iseng o e itse, wena le fa e le borraeno; e le ya medimo ya ditšhaba tse di gaufi nao, kgotsa tse di kgakala nao, go tswa sekhutlong sengwe sa lefatshe, go ya sekhutlong se sengwe sa lefatshe, o se ka wa mo dumelela le fa e le go mo reetsa; le gone leitlho la gago le se mo utlwele botlhoko, le gone o se mo rekegele, le fa e le go mo loba.

Deuteronomy 17:3-5

a ile a direla medimo e sele, a e obamela, kgotsa e le letsatsi gongwe kgwedi, kgotsa sengwe sa lesomosomo la legodimo, e le se ke sa go se laolelang, mme wa bolelelwa wa utlwa ka ga gone, foo o botse ka tlhoafalo, mme fa o fitlhela e le boammaaruri, e le selo se se tlhomameng, gore se makgapha, se se ntseng jalo se dirilwe mo go Iseraele; foo monna yoo, kgotsa mosadi yoo, yo o dirileng selo seo se se bosula, o mo ntshetse kwa kgorong tsa gago, o ba kgobotletse ka maje ba swe.

Deuteronomy 18:10-12

Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo, le fa e le mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng, le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang, le fa e le mophekodi, kgotsa yo o buang le badimo, kgotsa ngaka ya bola, kgotsa y o botsang baswi. Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa; Jehofa Modimo wa gago o e leleka fa pele ga gago ka ntlha ya tsone dilo tse di makgapha tse.

Deuteronomy 18:20

Moperofeti yo o tlaa italetsang go bua lefoko ka leina la me, le ke sa le mo laolelang go le bua, kgotsa yo o tlaa buang mo ineng la medimo e sele, moperofeti yoo a a swe.’

Deuteronomy 27:15

“ ‘Go hutsege monna yo o dirang setshwantsho se se setilweng, le fa e le se se thetsweng, se e leng makgapha mo go Jehofa, tiro ya diatla tsa modiri, a se emisa mo sephiring.’ Mme a batho botlhe ba fetole, ba re: “ ‘A go nne jalo.’

Deuteronomy 32:16-17

Ba ne ba tlhotlheletsa lefufa la one ka medimo ya seeng, ba o gakatsa ka tse di makgapha. Ba ne ba isetsa badimo ditlhabelo, ba e neng e se Modimo ope, e le medimo e ba neng ba sa e itse, medimo e e sa tswang go tlhaga, e borra ba lona ba ne ba sa e tshabe.

Deuteronomy 32:21

Ba nkhufantse ka se e seng Modimo; ba nkgakaditse ka maithamako a bone; le nna ke tlaa ba tlhotlheletsa lefufa ka ba e seng tšhaba; ke tlaa ba gakatsa ka morafe o o seeleele.

Judges 2:17

Le fa go ntse jalo ba ne ba se ke ba reetsa baatlhodi ba bone, gonne ba ne ba tle ba ye ba akafalele medimo e sele, ba e ikobele; ba fapoge ka bonako tsela e borraabo ba ne ba sepela mo go yone, ka ba ne ba utlwa ditaolo tsa ga Jehofa; mme bao ga ba a ka ba dira jalo.

Judges 2:19

Mme e re moatlhodi a sule, ba boele kwa morago, ba dire boleo bogolo go borraabo, ka go latela medimo e sele go e direla, le go e ikobela; ga ba a ka ba bakela ditiro tsa bone, le fa e le mokgwa wa bone wa botlhogoethata.

Judges 10:6-7

Bana ba Iseraele ba dira se se bosula gape mo matlhong a ga Jehofa, ba direla boBaale, le boAšetarothe, le medimo ya Siria, le medimo ya Sitone, le medimo ya Moabe, le medimo ya bana ba Amone, le medimo ya Bafilisitia; ba latlha Jehofa, ba se ka ba mo direla. Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, mme a ba rekisetsa mo seatleng sa Bafilisitia, le mo seatleng sa bana ba Amone.

Judges 10:10

Bana ba Iseraele ba goela kwa go Jehofa ba re: “Re go leofetse, fela ka ntlha ya gonne re latlhile Modimo wa rona, re diretse boBaale.”

Judges 10:13-16

Le fa go ntse jalo lo ntatlhile, lo diretse medimo e sele; ke gone ga nketla ke tlhola ke lo golola. Yang lo goele medimo e lo e itshenketseng; a e lo golole mo motlheng wa pitlagano ya lona.” Bana ba Iseraele ba raya Jehofa ba re: “Re leofile; re direle ka fa o bonang go le molemo ka gone; fela, re a go rapela, re golole kajeno.” Mme ba tlosa medimo e e leng e sele ya seeng mo go bone, ba direla Jehofa; mme mowa wa gagwe wa tlhokofala ka ntlha ya matladika a Iseraele o ne a le mo go one.

1 Samuel 5:2-7

Bafilisitia ba tsaya letlole la Modimo, ba le isa mo ntlong ya ga Dagone, ba le baya fa go Dagone. Ya re ka moso, Baašetoto ba phakela ba tsoga, ba fitlhela Dagone a wetse fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga letlole la ga Jehofa. Ba tsaya Dagone, ba mmaya mo bonnong jwa gagwe gape. E rile ba phakela ba tsoga ka moso o mongwe, ba fitlhela Dagone a wetse gape fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga letlole la ga Jehofa, tlhogo ya ga Dagone le diatla tsa gagwe tsoo pedi tsa bo di komogile, di komogetse fa serepoding; Dagone a setse a le komota fela. Ke gone ka moo, go le baperesiti ba ga Dagone, le botlhe ba ba tsenang mo ntlong ya ga Dagone, ga ba ke ba gata serepodi sa ga Dagone mo Ašetote, nako e sa le eno. Letsogo la ga Jehofa la nna boima mo go bone Baašetote, mme a ba senya, a ba betsa ka ditlhagala, e bong Ašetote le ba didikadike tsa gone. E rile batho ba Ašetote ba bona fa go ntse jalo, ba re: “Letlole la Modimo wa Iseraele ga le ketla le nna mo go rona; gonne letsogo la one le mo go rona mo go botlhoko, le mo go Dagone modimo wa rona.”

1 Samuel 15:23

Gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi, le logwadi lo tshwana le tirelo ya medimo ya disetwa le ya mereo. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.”

1 Samuel 28:3

Jaana Samuele o ne a sule, mme Baiseraele botlhe ba mo leletse; ba mo fitlhile mo Rama, e bong mo motseng wa ga gabo. Saule o ne a tlositse ba ba buang le badimo le ba e leng baitseanape mo lefatsheng.

1 Samuel 28:7-9

Foo Saule a raya batlhanka ba gagwe a re: “Mpatlelang mosadi mongwe yo o buang le badimo gore ke tle ke ye kwa go ene ke ye go mmotsa.” Batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “Bona, kwa Enetore go na le mosadiyo o buang le badimo.” Saule a iphetola, a apara diaparo di sele, a ya, ene le banna ba le babedi ba ya nae, mme ba fitlha kwa mosading yoo go le bosigo; mme a re: “Ke a go rapela, a ko o ntshwabele, o mpolelele ka mowa wa sedimo, o tle o ntlhatlosetse mongwe fela yo ke tlaa mo go umakelang.” Mosadi a mo raya a re: “Bona, o a itse se Saule o se dirileng, jaaka a tlositse bone ba ba buang le badimo, le baitseanape mo lefatsheng; mme o beelelang botshelo jwa me seru go tla o mpolaya?”

1 Kings 11:4-8

Gonne ga dirala e rile Solomone a sena go tsofala basadi ba gagwe ba faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e sele; pelo ya gagwe ya se ka ya nna boitekanelo mo go Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka pelo ya ga Dafite rraagwe e ne e ntse. Gonne Solomone a latela Ašetorethe modimo wa sesadi wa Basitone, le Milekome makgapha a Baamone. Solomone a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a se ka a sala Jehofa morago ka botlalo jaaka Dafite rraagwe a ne a dira. Foo Solomone a agela Kemose, makgapha a Bamoabe, felo fa go tlotlometseng mo thabaneng e e lebaganyeng le Jerusalema, le Moleke, makgapha a bana ba Amone, a mo agela jalo. Basadi ba gagwe ba seeng a ba direla jalo botlhe, ba ba fisetsang medimo ya bone maswalo, ba e isetsa ditlhabelo.

1 Kings 11:33

Ka ntlha ya gobo ba ntatlhile, ba obametse Ašetorethe modimo wa sesadi wa Basitone, le Kemoše modimo wa Moabe, le Milekome modimo wa bana ba Amone; ga ba a sepela mo ditseleng tsa me go dira se se siameng mo matlhong a me, le fa e le go tshegetsa melao ya me le dikatlholo tsa me, jaaka Dafite rraagwe a ne a dira.

1 Kings 12:28

Foo kgosi ya batla kgakololo, mme a dira dinamane di le pedi tsa gouta; a raya batho a re: “Go ya kwa Jerusalema go thata bobe; Iseraele, bona medimo ya gago e go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”

1 Kings 14:23-24

Gonne le bone ba ne ba ikagela mafelo a a tlotlometseng, le maje a a emeng metloutlo le Medimako, mo thoteng nngwe le nngwe e e godileng, le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. Go ne go bile go le basotoma mo lefatsheng; ba dira jaaka makgapha otlhe a merafe e Jehofa Modimo o ne a e lelekile fa pele ga bana ba Iseraele.

1 Kings 18:21-24

Elija a atamela kwa bathong botlhe bao, a re: “Lo tlaa akabala fa gare ga maikutlo a le mabedi ka lobaka lo lo kae? E re fa Jehofa e le ene Modimo yang nae; mme fa e le Baale, foo lo yeng nae.” Batho ba se ka ba mo fetola ka lefoko lepe. Foo Elija a raya batho a re: “Nna, e bong nna ke le nosi fela, ke setse ke le moperofeti wa ga Jehofa; mme baperofeti ba ga Baale ke banna ba le 450. Ke gone a ba re neye dikgomo di le pedi; mme a ba itebalebele kgomo nngwe, a ba e kgabetlele, ba e beye mo dikgonnyeng, mme ba se ka ba tsenya molelo tlase; mme nna ke tlaa baakanya kgomo e nngwe, ke e baya mo dikgonnyeng, ke sa tsenye molelo tlase ga yone. Lo bitse leina la modimo wa lona, le nna ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa; mme Modimo o o arabang ka molelo, e nne one Modimo.” Batho botlhe ba fetola ba re: “Go builwe sentle.”

1 Kings 18:25-29

Elija a raya baperofeti ba ga Baale a re: “Lo itebalebele kgomo nngwe, lo e baakanye pele; gonne lona lo bantsi; mme lo bitse leina la modimo wa lona, mme lo se ka lwa tsenya molelo tlase.” Ba tsaya kgomo e ba e neilweng, ba e baakanya, mme ba bitsa leina la ga Baale go tswa mosong go ya motshegareng, ba re: “Baale we, re utlwe.” Mme go ne go se na lentswe le fa e le ope yo o arabang. Ba tlolaka mo tikologong ya sebeso se se dirilweng. Ga dirala ya re motshegare Elija a ba sotla a re: “Goang thata gonne ke modimo; gongwe o a tlhatlhanya, kgotsa o kakegile, kgotsa o etile, gongwe o robetse, mme o na le go tsosiwa.” Ba goa thata, ba itshegaka ka dithipa le marumo jaaka mokgwa wa bone, madi a ba a tla a tshologa mo go bone. Ga nna jalo, e rile motshegare o sena go feta, ba balabala ba tsamaya ba fitlha mo lobakeng lwa go isa tlhabelo ya maitsebowa: mme go ne go se na lentswe, le fa e le ope yo o arabang, le fa e le yo o tlhokomelang.

1 Kings 18:30-35

Mme Elija a raya batho botlhe a re: “Atamelang kwano go nna”; batho botlhe ba atamela kwa go ene. A mamatlelela sebeso sa ga Jehofa se se rutlilweng. Elija a tsaya maje a le 12 a a palo ya ditso tsa bomorwa Jakobe, yo lefoko la ga Jehofa le kileng la tla go ene la re: “Leina la gago e tlaa nna Iseraele.” A agela leina la ga Jehofa sebeso ka maje ao; a epa mosele tikologong ya sebeso, o lekanye dielo di le pedi tsa peo. A rulaganya dikgong, a kgabetlela kgomo, a e baya mo dikgonnyeng. Mme a re: “Gelelang dinkgwana di le nne metsi di tlale, lo a thele mo tshupelong e e fisiwang, le mo dikgonnyeng.” A re: “Dirang jalo lwa bobedi”; ba dira jalo lwa bobedi. A re: “Dirang jalo lwa boraro”; ba dira jalo lwa boraro. Mme metsi a ela tikologong ya sebeso; le gone a thela metsi mo moseleng wa tlala.

1 Kings 18:36-40

Ga dirala ya re lobaka lwa fa go isiwa seromololo sa maitsebowa, Elija moperofeti a atamela, a re: “Jehofa Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake, le wa ga Iseraele, a go itsiwe gompieno fa o le Modimo mo Iseraele, le go re, nna ke motlhanka wa gago, le go re ke dirile dilo tsotlhe tse ka lefoko la gago. Nkutlwa Jehofa, o nkutlwe gore batho ba, ba itse fa wena Jehofa o le Modimo, le go re o bile o bositse dipelo tsa bone.” Foo molelo wa ga Jehofa wa wa, mme wa nyeletsa tshupelo e e fisiwang le dikgong, le maje, le lorole, wa ba wa latswa metsi a a mo moseleng. Ya re batho botlhe ba go bona, ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba re: “Jehofa ke ene Modimo; Jehofa ke ene Modimo!” Elija a ba raya a re: “Tshwarang baperofeti ba ga Baale; a go se falole ope wa bone!” Ba ba tshwara; Elija a ba folosetsa kwa molatswaneng wa Kišone, a ba bolaela gone.

1 Kings 21:26

Mme a dira mo go makgapha thata ka go ineela medimo ya disetwa, ka fa go tsotlhe tse Baamore ba ne ba di dira, ba Jehofa o ne a ba lelekela koo fa pele ga bana ba Iseraele.

2 Kings 9:22

Ga dirala ya re Jorame a bona Jehu, a re: “A go kagiso?” Jehu a mo fetola a re: “Kagiso yang, ka maakafalo a ga mmaago Jesebele a sa ntse a le kanakana, le maloi a gagwe?”

2 Kings 10:26-27

Ba ntsha maje a a metloutlo a a ne a le mo ntlong ya ga Baale, ba a fisa ka molelo. Ba rutlolola setshwantsho se se thokgameng sa ga Baale, ba ba ba rutlolola ntlo ya ga Baale, ba e dira ntlo ya boithomelo fela, nako e sa le eno.

2 Kings 17:11-12

Ba fisetsa maswalo gone mo mafelong otlhe a a tlotlometseng, jaaka go ne go dira merafe e Jehofa o ne a e losa fa pele ga bone; ba dira dilo tsa boikepo go tlhotlheletsa Jehofa mo bogaleng. Ba direla medimo ya disetwa e Jehofa o buileng nabo ka ga yone, a re: “Lo se ka lwa dira selo se.”

2 Kings 17:14-18

Mme le fa go ntse jalo ba gana go utlwa, ba ithatafatsa dithamo, jaaka dithamo tsa borraabo, ba ba neng ba sa dumele mo go Jehofa Modimo wa bone. Ba gana melao ya gagwe, le kgolagano e o ne a e dirile le borraabo, le ditshupo tse o ne a di ba supetsa; ba latela boithamako, ba nna bofafalele, ba etsa merafe e e mo tikologong ya bone, e Jehofa o ne a ba laile ka ga yone, a re, ba se ka ba dira jaaka yone. Ba latlha ditaolo tsotlhe tsa ga Jehofa Modimo wa bone, ba itirela ditshwantsho tse di thetsweng, e bong dinamane di le pedi, ba dira Modimako, ba obamela bontsi jotlhe jwa legodimo, ba direla Baale. Bomorwa bone, le bomorwadia bone ba ba ralatsa molelo, ba dira ka boitsejwanape le ka mereo, ba ithekisetsa go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng. Ke gone ka moo Jehofa a nna bogale thata le Baiseraele, a ba tlosa mo ponong ya gagwe; go ne go sa sala ope fa e se lotso lwa Juta lo le losi fela.

2 Kings 17:29

Le fa go ntse jalo morafe mongwe le mongwe o no wa itirela medimo ya yone, wa e tsenya mo matlong a mafelo a a tlotlometseng a Basamaria ba a dirileng, morafe mongwe le mongwe mo metseng ya yone e ba agileng mo go yone.

2 Kings 17:33-35

Ba ne ba boifa Jehofa mme ba direla e e leng medimo ya bone, ka fa mokgweng wa merafe e ba tlositsweng mo go yone. Nako e sa le eno ba ntse ba dira jaaka mekgwa ya pele; ga ba boife Jehofa le gone ga ba dire jaaka ditao tsa bone, le fa e le jaaka ditaolelo tsa bone tse di tlhomameng, le fa e le jaaka molao le taolo tse Jehofa o ne a di laolela bana ba ga Jakobe, yo o ne a mo raya leina la Iseraele; yo Jehofa o ne a dira kgolagano nae, a ba laya a re: “Lo se ka lwa boifa medimo e sele, le fa e le go e ikobela, le fa e le go e direla, lefa e le go e isetsa tlhabelo.

2 Kings 18:4

A tlosa mafelo a a tlotlometseng, a thuba maje a a metloutlo, a rema Modimako, a thubaganya noga ya kgotlho e Moše o kileng a e dira; gonne bana ba Iseraele ba ne ba ntse ba tle ba e fisetse maswalo go tla go fitlha mo metlheng eo; ya rewa leina ga twe, Nehušetane.

2 Kings 19:17-18

Ruri Jehofa, dikgosi tsa Asiria di swafaditse merafe le mafatshe a yone. Di bile di latlhetse medimo ya yone mo molelong; gonne e ne e se medimo epe, fa e se tiro ya diatla tsa batho fela, dikgong le maje; ke gone ka fa ba e sentseng ka gone.

2 Kings 21:6

A ralatsa morwawe molelo, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira le bone ba ba buang le badimo, le ba ba loang; a dira bosula bo le bogolo mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng.

2 Kings 21:11-12

“E re ka Manase kgosi ya Juta a dirile dilo tse di makgapha, a dirile ka boikepo go feta tsotlhe tse Baamora ba kileng ba di dira, ba ba neng ba le pele ga gagwe, a leofisitse Bajuta le bone ka medimo ya gagwe ya disetwa; ke gone ka moo Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana a re: ‘Bona, ke tlaa tlisa bosula mo Jerusalema le Juta, jo e tlaa reng mongwe le fa e ka ne e le mang a bo utlwela, ditsebe tsa gagwe tsoo pedi di be di sume.

2 Kings 21:21

A sepela mo tseleng yotlhe e rraagwe o ne a sepela mo go yone, a ba a direla medimo ya disetwa e rraagwe o ne a e direla, a e obamela;

2 Kings 23:5-8

A khutlisa baperesiti ba medimo ya disetwa, ba dikgosi tsa Juta di ba tlhomileng, go tla ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng mo metseng ya Juta, le mo mafelong a a mo tikologong ya Jerusalema; le bone ba ba fisetsang Baale maswalo le ba ba fisetsang letsatsi, le kgwedi, le dinaledi tse dikgolo, le bontsi jotlhe jwa legodimo. A ntsha Modimako mo ntlong ya ga Jehofa, a o ntshetsa kwa ntle ga Jerusalema kwa molatswaneng wa Kiterone, a o fisetsa fa molatswaneng wa Kiterone, mme a o leta wa nna leupa fela, a latlhela leupa la one mo diphupung tsa batho fela. A thubaka matlo a basotoma a a ne a le fa ntlong ya ga Jehofa kwa basadi ba ne ba logelela Modimako megope gone. A ntsha baperesiti botlhe mo metseng ya Juta, a itshekolola mafelo a a tlotlometseng kwa baperesiti ba ne ba fisetsa maswalo gone, go tswa Geba go ya Beerešeba; a thubaka mafelo a a tlotlometseng a dikgoro a a fa botsenong jwa kgoro ya ga Jošua molaodi wa motse, a a ne a potile kgoro ya motse ka fa ntlheng ya la molema la motho.

2 Kings 23:24

Gape Josia a tlosa le bone ba ba buang le badimo, le baloi, le mereo, le medimo ya disetwa, le tse di makgapha tsotlhe tse di fitlhetsweng mo lefatsheng la Juta le mo Jerusalema, gore a tlhomamise mafoko a molao a a kwadilweng mo lokwalong lo Hilekia moperesiti o lo bonyeng mo ntlong ya ga Jehofa.

1 Chronicles 10:13

Jalo Saule a swela tlolo ya gagwe e o kileng a e direla Jehofa, ka ntlha ya lefoko la ga Jehofa le o se kang a le tshegetsa; le ka gonne o ne a lopa kgakololo mo go mongwe yo o buang le badimo, gore a tle a botse ka gone.

1 Chronicles 16:26

Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela, ene Jehofa o dirile magodimo.

2 Chronicles 11:15

Mme a itlhomela baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng, le ba medimo ya dikapodi, le ba dinamane tse o di dirileng.

2 Chronicles 14:3

Gonne o ne a tlosa dibeso tsa seeng, le mafelo a a tlotlometseng, a thubaka maje a a metloutlo, a rema Medimako.

2 Chronicles 24:18

Ba tlogela ntlo ya ga Jehofa Modimo wa borraabo ba direla Medimako le ditshwantsho; mme bogale jwa tla mo go ba Juta le ba Jerusalema ka ntlha ya molato oo wa bone.

2 Chronicles 28:23-25

Gonne o na a isetsa medimo ya Damaseko tlhabelo, yone e e mo kgemethileng, mme a re: “E re ka medimo ya dikgosi tsa Siria e ne ya ba thusa, ke gone ka moo ke tlaa e isetsang tlhabelo, gore e nthuse.” Mme ga nna tshenyego ya gagwe le ya Baiseraele botlhe. Ahase a phutha dilwana tsa ntlo ya Modimo, a remaganya dilwana tsa ntlo ya Modimo, a tswala ntlo ya ga Jehofa; a itirela dibeso mo kgokgotshong nngwe le nngwe ya Jerusalema. Mo motseng mongwe le mongwe wa Juta a dira mafelo a a tlotlometseng a go fisetsa medimo e sele maswalo gone, a tlhotlheletsa Jehofa Modimo wa borraagwe bogaleng.

2 Chronicles 33:2-3

Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, ka fa dilong tse di makgapha tsa ditšhaba tse Jehofa o ne a di kgoromeletsa ntle fa pele ga bana ba Iseraele. Gonne o ne a ba a aga mafelo a a tlotlometseng a Hesekia rraagwe o ne a a rutlile; a agela boBaale dibeso, a dira Medimako, a obamela bontsi jotlhe jwa legodimo, a bo direla.

2 Chronicles 33:6-7

Le gone a ralatsa bana ba gagwe molelo mo mogogorong wa morwa Hinome, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira ka boloi, a bua le bone ba ba buang le badimo, le ba e leng baitseanape. A dira bosula bo le botona mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheleletsa bogaleng. Setshwantsho se se setilweng sa modimo wa sesetwa se o se dirileng, a se tlhoma mo ntlong ya Modimo, e Modimo o kileng wa bua ka ga yone le Dafite le Solomone morwawe, wa re: “Mo ntlong e, le mo Jerusalema, o ke o itshenketseng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, ke tlaa baya leina la me gone ka bosakhutleng.

Psalms 16:4

Ba ba ananyang Jehofa ka modimo o sele, mahutsana a bone a tla ntsifadiwa; ditshupelo tsa bone tse di nowang tsa madi, ga nketla ke di isa, le fa e le go umaka maina a medimo ya bona ka dipounama tsa me.

Psalms 78:58-59

Gonne ba ne ba o tlhotlheletsa bogaleng ka mafelo a bone a a tlotlometseng, ba o tsenya lefufa ka ditshwantsho tse di setilweng tsa bone. E rile Modimo o utlwa wa nna bogale thata, wa fedisiwa pelo fela ke Iseraele;

Psalms 96:5

Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela; mme ene Jehofa o dirile magodimo.

Psalms 97:7

A go tlhajwe ke ditlhong bone botlhe ba ba direlang ditshwantsho tse di setilweng, ba ba ipelafatsang ka medimo ya disetwa; obamelang ene, lona medimo yotlhe.

Psalms 106:36-38

Ba direla medimo ya yone ya disetwa; e e tsileng ya nna seru mo go bone; ee, ba ntsha bomorwaa bone, le bomorwadia bone ditlhabelo tsa badimo. Ba tsholola madi a a se nang molato, e bong madi a bomorwaa bone ba ba ba iseditseng medimo ya disetwa ya Kanana ditlhabelo; lefatshe la leswefadiwa ke madi.

Psalms 115:4-8

Medimo ya bone ya disetwa ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho fela. E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone; e na le ditsebe, mme ga e utlwe; e na le dinko, mme ga e dupe; e na le diatla, mme ga e tshware; e na le dinao, mme ga e tsamaye; le gone ga e bue ka memetso ya yone. Ba ba e dirang ba tlaa tshwana nayo fela, ee, le mongwe le mongwe yo o ikanyang mo go yone.

Psalms 135:15-18

Medimo ya disetwa ya merafe ke selefera le gouta, tiro ya diatla tsa batho. E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone; e na le ditsebe, mme ga e utlwe; mme le gone ga go na mowa mo melomong ya yone. Ba ba e dirang ba tlaa tshwana nayo fela; ee, mongwe le mongwe yo o e ikanyang.

Isaiah 2:6

Gonne o latlhile batho ba gago, e bong ntlo ya ga Jakobe, ka gobo ba tletse mekgwa e e tswang botlhabatsatsi, e bile ke baswabi ba ditiro jaaka Bafilisitia, mme ba tlhabetsanya ka diatla le bana ba baeng.

Isaiah 2:8

Le gone lefatshe la bone le tletse medimo ya disetwa; ba obamela mo go dirilweng ke diatla tsa bone, se menwana ya bone e se dirileng.

Isaiah 2:20

E tlaa re mo letsatsing leo motho o tlaa latlhela kwa dirathing, le kwa go bomamathwane, medimo ya disetwa ya gagwe ya selefera, le medimo ya disetwa ya gagwe ya gouta, e batho ba e mo diretseng gore a e obamele.

Isaiah 8:19-20

E tlaa re fa ba tlaa lo raya ba re: “Botsang ba ba buang le badimo, le mo go ba e leng baloi, ba ba tswirinyang, le ba ba pepedumang;” a tšhaba ga e ke e lopa mo go o e leng modimo wa yone? A ka ga ba ba tshedileng, go ka bodiwa baswi? A go iweng molaong le ditshupong! Fa ba sa bue ka fa lefokong le, ruri ga go ketla go ba phepafalela.

Isaiah 14:12-15

“A bo o kile wa wa kwa legodimong, wena naledi ya masa! Morwa phepafalo ya bosa! A bo o kile wa remelwa fa fatshe, wena yo o kileng wa namalatsa merafe fa fatshe! Mme wa bo o ne o itheile mo pelong ya gago, wa re, o tlaa tlhatlogela kwa legodimong, o tlaa goleletsa setulo sa gago sa bogosi godimo ga dinaledi tsa Modimo; o tlaa dula mo thabeng ya bophuthegelo, kwa dikhutlong tsa lefatshe, ntlheng ya botsheka. Wa re o tlaa tlhatlogela godimo ga bogodimo jwa maru, o tlaa tshwana le Mogodimodimo. Le fa go ntse jalo o tlaa folosediwa mo Bobipong, kwa dikhutlong tsa molete.

Isaiah 19:3

Mowa wa Egepeto o tlaa dirwa lolea fela fa gare ga lone; mme ke tlaa senya kgakololo ya lone; mme ba tlaa botsa mo medimong ya disetwa, le mo baroming, le mo go ba ba buang le badimo, le mo baloing.

Isaiah 30:22

Mme lo tlaa atlafatsa sethathelelo sa selefera, sa ditshwantsho tsa disetwa tsa gago, le dipapetlana tsa gouta tse di apesitseng ditshwantsho tse di tshetsweng, o tlaa di latlha jaaka sekatana se se maswe; o tlaa se raya, o re: “Tloga fano.”

Isaiah 31:7

Gonne mo letsatsing leo motho mongwe le mongwe o tlaa latlha medimo ya gagwe ya disetwa ya selefera, le medimo ya gagwe ya disetwa ya gouta, e diatla tsa lona tota di e lo diretseng go nna boleo.

Isaiah 42:8

Ke nna Jehofa; ke lone leina la me; le kgalalelo ya me ga nketla ke e naya o sele, le fa e le pako ya me dithswantsho tse di setilweng.

Isaiah 42:17

Ba ba ikanyang ditshwantsho tsa disetwa, ba raya ditshwantsho tse di thetsweng ba re: ‘Lo medimo ya rona.’ ba tlaa bosediwa morago, ba tlhajwa ke ditlhong ruri.”

Isaiah 43:10

“Lona lo basupi ba me,” go bua Jehofa: “o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenketseng; gore lo tle lo itse, lo ntumele, lo bo lo tlhaloganye fa ke le ene; e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo ope, le gone ga go ketla go nna ope morago ga me.

Isaiah 44:6

Go bua jaana Jehofa, Kgosi ya Iseraele le morekolodi wa gagwe, Jehofa wa masomosomo a re: “Ke nna wa ntlha, ke bile ke wa bofelo, mme kwa ntle ga me ga go na Modimo ope.

Isaiah 44:9-15

Ba ba betlang setshwantsho se se setwang ba boithamako botlhe fela; dilo tse di eletsegang tsa bone, ga di ketla di thusa sepe; le ba e leng basupi ba bone ga ba bone sepe, le gone ga ba itse, gore ba tle ba tlhajwe ke ditlhong. Mang yo o betlileng modimo, kgotsa a tshela setshwantsho se se setwang se se nang le thuso nngwe? Bonang, bankana ba gagwe ba tlaa tlhajwa ke ditlhong; mme badiri ke batho fela; a ba phuthwe mmogo, a ba eme ka dinao; ba tlaa boifa, ba tlhajwa ke ditlhong mmogo. Mothudi o a tle a thule selepe, a dire ka magala a se baakanye ka dinoto a se thule ka letsogo la gagwe le le thata; ee, a bolawe ke tlala, mme thata ya gagwe e tlhaele, a se ke a nwe metsi, mme a idibale. Mmetli wa dikgong o a tle a ngamole thapo, a lo rale ka lekgaba la letsoku, a lo sete ka meseto, a lo ralarale ka tshitswana ya kompase, a lo etse setshwantsho sa motho, ka fa bontleng jwa motho, gore se nne mo ntlong. O tle a ithemele masetara, a tseye setlhare sa motswere, kgotsa sa mooka, a ithatafaletse sengwe sa ditlhare tsa sekgwa; o a tle a tlhome setlhare sa mokoso, mme pula e se otle. Foo e tlaa bo e le sa motho go se fisa; a tseye ga sone a ore; ee, a se gotse molelo a bese senkgwe ka sone; ee, a se dire modimo a o obamele; a se dire setshwantsho se se setilweng, mme a wele fa pele ga sone.

Isaiah 44:17-18

Mme ka mo go setseng a dire modimo, e bong setshwantsho se se setilweng sa gagwe; a tloge a wele fa pele ga sone a se obamele, a se rapele a re: “Nkgolola tlhe, gonne o modimo wa me.” Ga ba itse, le gone ga ba gopole, gonne o ba buduladitse matlho, jalo ba sa kake ba bona; le dipelo tsa bone, jalo ba sa kake ba tlhaloganya.

Isaiah 45:5

Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele; kwa ntle ga me ga go na Modimo ope; ke tlaa go tlama le fa o ntse o sa nkitse;

Isaiah 45:20

“Phuthegang, lo tle; atamelang mmogo lona ba merafe ba lo falotseng; ga ba na kitso, bone ba ba rwalang logong lwa setshwantsho se se setilweng sa bone, ba rapela modimo o o sa kakeng wa boloka.

Isaiah 46:6-7

Ba ba safang gouta mo morabaneng, ba lekanya selefera ka selekanyo sa pego, ba tle ba thape mothudi wa gouta ka tuelo, mme ene a di ntshe modimo; ba wele fa fatshe, ee, ba obame. Ba o sikare mo leruding, ba o sisele, ba o tlhome mo felong ga one, mme o eme; ga o ketla o tloga mo felong ga one; ee, mongwe o tlaa o goa, le fa go ntse jalo ga o kake wa araba, le fa e le go mo golola mo tlalelong ya gagwe.

Isaiah 47:12-15

Ema jaana ka mereo ya gago, le bontsi jwa ditoo tsa gago, e le dilo tse o sa leng o itapisa ka tsone le mo bokaung jwa gago; ya tla ya re gongwe wa bona thuso, e ka tla ya re gongwe wa fenya. O kgobegile mo bontsing jwa dikgakololo tsa gago; a balomologanyi ba magodimo, le balepi ba dinaledi, le baboledi ba ditirafalo tsa dikgwedi ba eme, a ba go dibele mo dilong tse di tlaa tlang mo go wena. Bonang, ba tlaa nna jaaka dirine fela; molelo o tlaa ba fisa; ga ba ketla ba ikgolola mo thateng ya kgabo; ga e ketla e nna legala le le orwang, le fa e le molelo o go ka tlhorangwang fa go one. Dilo tse o ntseng o itapisa ka tsone di tlaa nna jalo mo go wena; ba ba sa leng ba bapala nao mo bokaung jwa gago, mongwe le mongwe o tlaa ikailela kwa ga gagwe; ga go ketla go nna le ope yo o go bolokang.”

Jeremiah 7:9-11

A lo tlaa utswa, lo bolaya batho, lo dira boaka, lo ikana ka maaka, lo fisetsa Baale maswalo, lo sala medimo e sele morago e lo sa e itseng, lo ba lo ema fa pele ga me mo ntlong, e, e e bidiwang ka leina la me, mme lo re: ‘Re golotswe!’ Gore lo tle lo dire makgapha a lona otlhe fela? Ntlo e, e e bidiwang ka leina la me, a e ntse jaana e fetogile mongobo wa magodu mo matlhong a lona? Bonang, nna, e bong nna, ke go bonye, go bua Jehofa.

Jeremiah 7:18

Bana ba tle ba rwalele, borraabo ba gotse molelo, basadi ba dube boupe go tla ba direla mohumagadi kgosi ya legodimo dinkgwenyana, le go thelela medimo e sele ditshupelo tse di nowang, gore ba tle ba ntlhotlheletsa bogaleng.

Jeremiah 8:2

Ba tlaa a anega fa pele ga letsatsi, le kgwedi, le bontsi jotlhe jwa legodimo, e le dilo tse ba di ratileng, tse ba di diretseng, tse ba di latetseng, tse ba di batlileng, tse ba di obametseng; ga a ketla a phuthwa le fa e le go fitlhwa; a tlaa nna letshotelo fa godimo ga mmu.

Jeremiah 10:3-5

Gonne ditemalo tsa ditšhaba ke boithamako; gonne mongwe o tle a reme setlhare mo sekgweng, e le tiro ya diatla tsa yo o remang ka selepe. Ba se kgabise ka selefera le ka gouta; ba se kokotele ka dimapo le ka dinoto, gore se se ka sa tsikinyega. Di ntse jaaka setlhare sa mokolane, e le tsa tiro ya moseto, mme ga di bue; di na le go rwalwa fela, ka di retelelwa ke go tsamaya. Lo se ka lwa di boifa, gonne ga di na thata ya go dira bosula, mme ga goyo mo go tsone go dira molemo.”

Jeremiah 10:11

Lo tlaa bua nabo jaana, lo re: “Medimo e e se kang ya dira magodimo le lefatshe, eo e tlaa nyelela mo lefatsheng, e ba e tswa fa tlase ga legodimo.”

Jeremiah 10:14-15

Motho mongwe le mongwe o fetogile sefolofolo, mme a se na kitso; mothudi wa gouta mongwe le mongwe o tlhabisiwa ditlhong ke setshwantsho sa gagwe se se setilweng; gonne setshwantsho sa gagwe se se thetsweng ke maaka, go bile go se na mowa mo go tsone. Di boithamako, ke tiro ya phoro; mo motlheng wa tshekiso ya tsone di tlaa nyelela.

Jeremiah 13:10

Tšhaba e e bosula e, e e ganang go utlwa mafoko a me, e sepela ka fa logwading lwa pelo ya yone, mme e ile go sala medimo e sele morago, e ya go e direla, le go e obamela, e tlaa nna fela jaaka moitlamo o, o o se nang tiro.

Jeremiah 16:20

A motho o ka itirela medimo, e e bileng e se medimo ya sepe?”

Jeremiah 19:4-6

Gonne ba ntatlhile, ba dirile golo fa golo go sele fela, ba fiseditse medimo e sele maswalo teng, e ba ne ba sa e itse, bone le fa e le borraabo, le fa e le dikgosi tsa Juta; ba tladitse madi a ba ba se nang molato mo felong fa; ba agile mafelo a a tlotlometseng a ga Baale, go tla ba fisa bana ba bone mo molelong, gore e nne ditshupelo tse di fisediwang Baale; e le se ke se kang ka se laola, le fa e le go se bua, le gone ga se a ka sa tsena mo mogopolong wa me. Ke gone bonang, metlha e etla, go bua Jehofa, ya go re felo fa ga go ketla go tlhola go bidiwa Tofethe, le fa e le Mogogoro wa morwa Hinome, fa e se Mogogoro wa Palaelo fela.

Jeremiah 19:13

Matlo a Jerusalema, le matlo a dikgosi tsa Juta, a a itshekolotsweng, a tlaa nna jaaka felo ga Tofethe, e bong matlo otlhe a ba fiseditseng bontsi jwa legodimo maswalo mo godimo ga ditlhomeso tsa one, ba ba ba thelela medimo e sele ditshupelo tse di nowang teng.’ ”

Jeremiah 25:6

Le gone, ba re: ‘Lo se ka lwa latela medimo e sele go e direla, le go e obamela, lwa ntlhotlheleletsa bogaleng ka tiro ya diatla tsa lona; mme ga nketla ke lo utlwisa botlhoko.’

Jeremiah 27:9-10

Ka ga lona, lo se ka lwa reetsa baperofeti ba lona, le fa e le baitseanape ba lona, le fa e le ditoro tsa lona, le fa e le baswabedi ba lona, le fa e le dingaka tsa lona, ba ba buang le lona, ba re: ‘Lo se ka lwa direla kgosi ya Babilone;’ gonne ba lo perofesetsa maaka, go tla ba lo isa kgakala le lefatshe la lona; le gore ke lo leleke, mme lo swe.

Jeremiah 32:34-35

Ba baya tse di makgapha tsa bone mo ntlong e e bidiwang ka leina la me, go tla ba e itshekolola. Ba agile mafelo a a tlotlometseng a ga Baale, a a mo mogogorong wa morwa Hinome, go tla ba ralaletsa Moleke bana ba bone mo molelong, ba basimane le ba basetsana; e le mo ke sa go ba laolelang, le gone go se ka ga tsena mo mogopolong wa me, go re ba ka dira se se makgapha se; go tla ba leofisa Bajuta.”

Jeremiah 51:17-18

“Motho mongwe le mongwe o fetogile sefolofolo mo o bileng a sena kitso; mothudi mongwe le mongwe wa gouta o tlhabisiwa ditlhong ke setshwantsho sa gagwe se se setilweng; gonne setshwantsho sa gagwe se se thetsweng ke maaka, go bile go sena mowa mo go tsone. Di boithamako, ke tiro ya phoro; mo motlheng wa tshekiso ya tsone di tlaa nyelela.

Ezekiel 13:18

O re, Morena Modimo o bua jaana, a re: A bo go latlhega basadi ba ba gokelang merabana mo ditokololong tsa mabogo, ba direla ditlhogo tsa batho bangwe le bangwe dirwalo tsa khai go tla ba tsoma mewa ya batho! A lo a bo lo tlaa tsoma mewa ya batho ba me, mme lo ipolokela mewa e e leng ya lona?

Ezekiel 13:20

Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: “Bonang, ke tlhabana le merabana ya lona, e lo tsomang mewa ya batho ka yone teng, jaaka dinonyane, mme ke tlaa e gagola mo mabogong a lona; ke tlaa lesa mewa e tsamaye, e bong mewa e lo e tsomang jaaka dinonyane.

Ezekiel 14:3-5

“Morwa motho, batho bao ba tshotse medimo ya bone ya disetwa ka pelo, ba beile sekgopiso sa boikepo jwa bone fa pele ga difatlhogo tsa bone. A ke tshwanetse go bodiwa ke bone ka gongwe? “Ke gone bua le bone, o ba reye o re, Morena Modimo o bua jaana, a re: Motho mongwe le mongwe wa ntlo ya Iseraele yo o tsholang medimo ya gagwe ya disetwa ka pelo, mme a baya sekgopiso sa boikepo jwa gagwe fa pele ga sefatlhogo sa gagwe, mme a tla mo moperofeting; nna Jehofa ke tlaa mo fetola mo go gone ka fa bontsing jwa medimo ya gagwe ya disetwa, gore ke tshware ba ntlo ya Iseraele mo dipelong tsa bone ka tsosi, ka ba itirile baeng mo go nna ka medimo ya bone ya disetwa.

Ezekiel 14:6-7

“Ke gone raya ba ntlo ya Iseraele, o re: Morena Modimo o bua jaana a re: Boang, mme lo itshokolole mo medimong ya lona ya disetwa, lo fularele dilo tsa lona tsotlhe tse di makgapha. “Gonne mongwe le mongwe wa ntlo ya Iseraele, le fa e le wa baeng ba ba jakileng mo Iseraele, yo o ikgaoganyang le nna, mme a tshola medimo ya gagwe ya disetwa ka pelo, a baya sekgopiso sa boikepo jwa gagwe fa pele ga sefatlhogo sa gagwe, mme a tla moperofeting, a tla go ipoletsa mo go nna; nna ka nosi ke le Jehofa ke tlaa mo fetola:

Ezekiel 21:21

Gonne kgosi ya Babilone e ne ya ema fa tsela e nnang maphata teng, fa tshimologong ya ditsela tse pedi, a botsa ka bola; a kgotlokgotsa metswi, a botsa mereo, a lebaleba mo sebeting.

Daniel 2:27-28

Daniele a fetola fa pele ga kgosi a re: “Selo se se sa itsiweng se kgosi e se boditseng, go le batlhale, go le dingaka, go le baitseanape, go le baloi, ga ba kake ba se supetsa kgosi. Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme one o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tlaa dirafalang mo metlheng ya kwa bofelong. Toro ya gago, le diponatshegelo tsa tlhogo ya gago mo bolaong jwa gago ke tse:

Daniel 4:7

Foo ga tla baitseanape, le dingaka le Bakalatea le baswabi ba ditiro; mme ka bolela toro fa pele ga bone; mme ba se ka ba nkitsise phuthololo ya yone.

Daniel 10:13

Kgosana ya bogosi jwa Peresia ya ganela le nna ka malatsi a le 21, mme bona, Mikaele, mongwe wa dikgosana tse dikgolo, a tla go nthusa; mme ka sala teng le dikgosi tsa Peresia.

Jonah 2:8

Ba ba tlhokomelang maithamako a maaka ba tlogela boutlwelobotlhoko jwa bone ka bosi.

Micah 5:12-14

Ke tlaa kgaola ke tlosa boloi mo seatleng sa gago; mme ga o ketla o tlhola o dira le baswabi ba ditiro. Ke tlaa kgaola ke tlosa ditshwantsho tsa gago tse di setilweng, le maje a a emeng motloutlo a gago mo gare ga gago; mme ga o ketla o tlhola o obamela tiro ya diatla tsa gago. Ke tlaa khumola ke tlosa Medimako ya gago mo gare ga gago, ke tlaa senya metse ya gago.

Habakkuk 2:18-19

Setshwantsho se se setilweng se thusang, fa e bo ne ne modiri wa sone a se setile; le setshwantsho se se thetsweng, le moruti wa maaka, fa e bo ne ne modiri wa tiro ya gagwe a ikanya mo go sone, a dira medimo ya disetwa e e sa bueng? A bo go latlhega ene yo o rayang logong, a re: “Kubuga!” le lentswe le le semumu a, re: “Nanoga!” A leo le tlaa ruta? Bonang, le manegilwe gouta le selefera, mme ga go na mowa ope mo teng ga lone.

Zephaniah 1:4-5

“Ke tlaa otlololela Juta letsogo la me, le banni botlhe ba Jerusalema, ke tlaa kgaola masalela a ga Baale a tloga mo felong fa, le leina la Kemarime le baperesiti nalo! Le ba ba obamelang bontsi jwa legodimo ba le mo godimo ga matlo; le ba ba obamang, ba ikanelang Jehofa ba ba ba ikana ka Milekame;

Zechariah 10:2

Gonne mereo e buile boithamako, le baitseanape ba bonye maaka; ba boletse ditoro tsa tsietso, ba gomotsa ka lefela; ke gone ka moo ba tsayang tsela ya bone jaaka dinku, ba patikegile, ka gobo go se na modisa.

Malachi 2:11-12

Juta o dirile ka bonongwane, go dirilwe selo se se makgapha mo Iseraele le mo Jerusalema; gonne Juta o tlhapaditse boitshepo jwa ga Jehofa jo o bo ratang, o nyetse morwadia modimo wa seeng. Motho yo o dirang jalo, Modimo o tlaa mo kgaolela ba gagwe go bo go tantsetsega, a tswa mo megopeng ya ga Jakobe, le ene yo o isetsang Jehofa wa masomosomo tshupelo.

Matthew 23:9

Lo se ka lwa bitsa ope rraeno mo lefatsheng; gonne Rraeno o mongwe fela yo o kwa legodimong.

John 3:3-8

Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” Nikotemo a mo raya a re: “Motho o ka tsalwa jang a tsofetse? A o ka ba a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme a tsalwa?” Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. O se gakgamale ka gobo ke go reile ka re, lo na le go tsalwa seša. Phefo e fokela kwa e go ratang, mme o utlwa go suma ga yone, mme ga o itse kwa e tswang le kwa e yang teng; mme mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo.”

John 3:16-18

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi.

John 10:1

“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o sa tseneng ka kgoro mo sakeng la dinku, mme a pagama ka go sele, ke ene legodu le senokwane.

John 14:6

Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.

John 16:13

Le fa go ntse jalo, mogang one Mowa wa boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o ketla o ipuisa ka osi; mme dilo tse o di utlwang le fa e ka nna dife, ke tsone tse o di buang; mme o tlaa lo bolelela dilo tse di tlaa tlang.

Acts 4:12

Ga go na poloka mo go ope o sele; le gone ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo go lone.”

Acts 8:9-13

Ga bo go le monna mongwe go twe Simone, yo e rileng gale a bo a dira boloi mo motseng, a tseanya batho ba Samaria, a ikgantsha, a re ene ke mongwe yo mogolo. Botlhe ba mo ela tlhoko, bannye le bagolo, ba re: “Monna yo ke ene nonofo ya Modimo e go tweng Kgolo.” Ba mo ela tlhoko ka gobo o sa le a ba tseanya ka ditoo tsa gagwe ka lobaka lo loleele. Mme e rile ba dumela Filipo, jaaka a ba rerela Mafoko a a Molemo, ka ga bogosi jwa Modimo, le ka ga leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi. Simone le ene a dumela, mme e rile a sena go kolobediwa, a nna kwa go Filipo. O rile ka a bona ditshupo le dikgakgamatso di dirwa, a tseana thata.

Acts 13:6-12

E rile ba sena go ralala setlhake sotlhe ba se wetsa, ba fitlha mo Pafose, mme ba fitlhela moloi mongwe teng, moperofeti wa tsietso, a le Mojuta, a bidiwa Bare-Jesu. Yo o ne a ntse le molaodisiwa Seregio Paulo, yo e leng motho wa tlhaloganyo. Mme yoo a bitsa Barenabase le Saule, mme a eletsa go utlwa lefoko la Modimo. Elemase wa moloi – gonne leina la gagwe le kaya jalo fa le phuthololwa – a ganela nabo, a leka go faposa molaodisiwa mo tumelong. Mme Saule, yo o bileng a bidiwa Paulo, a tletse Mowa o o Boitshepo, a tsepega matlho mo go ene, a re: “Wena yo o tletseng boferefere jotlhe, le bolotsana jotlhe, wena ngwana wa diabolo, mmaba wa tshiamo yotlhe, a ga o nka a bakela go sokamisa ditsela tse di siameng tsa Morena? Jaana bona, seatla sa Morena se mo go wena, o tlaa foufala, o sa bone letsatsi ka lobaka.” Mme ka bonako ga wela mo go ene looto le lefifi; mme a nna a dikologadikologa, a batla mongwe yo o ka mo gogang ka letsogo. Foo, e rile molaodisiwa a bona se se dirilweng, a dumela, a gakgamaditswe ke thuto ya Morena.

Acts 14:12-15

Ba raya Barenabase leina ba re, Jupitere, Paulo ba re, Merekurio, ka e le ene mmui yo mogolo. Moperesiti wa ga Jupitere, yo tempele ya gagwe e leng fa pele ga motse, a lere dikgomo le mekgabo ya ditšheše fa dikgorong tsa motse, mme a rata go isa setlhabelo le matshutitshuti a batho. E rile baaposetole, Barenabase le Paulo, ba utlwa jalo, ba ikgagola diaparo, ba tlolela mo bontsing ba goa, ba re: “Banna, lo direlang dilo tse? Le rona re batho ba re nang le maikutlo a a etsang a lona, re lo leretse Mafoko a a Molemo a go re, lo tlogele dilo tse tsa boithamako, lo sokologele mo Modimong o o tshedileng, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone;

Acts 16:16-18

Ga dirala e rile re ya kwa felong ga thapelelo, morweetsana mongwe yo o tsenyweng ke mowa wa too, a re kgatlhantsha, e le yo o bapalelang beng ba gagwe ka go bolela dilo tsa boitseanape. A sala Paulo le rona morago, a tlhomeletsa, a re: “Banna ba ke batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, ba ba lo bolelelang tsela ya poloko.” A nna a dira jalo ka malatsi a le mantsi. Mme Paulo ka a tshwenyega thata, a retologa, a raya mowa a re: “Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete, tswa mo go ene.” Mme wa tswa fela ka lobaka loo.

Acts 17:22-30

Paulo a ema fa gare ga Areopago a re: “Lona banna ba Athene, ke a lemoga fa e kete lo na le tshisimogo mo dilong tsotlhe. Gonne e rile ke feta, ke leba dilo tse lo di obamelang, ka fitlhela le sone sebeso sengwe, se na le sekwalo sa go re: SA MODIMO MONGWE O O SA ITSIWENG. Ke gone, se lona le se obamelang ka go tlhoka go itse, ke sone se ke se lo ranolelang. Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, one, ka o le Morena wa legodimo, le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di agiwang ka diatla; le gone ga o direlwe ke diatla tsa batho, jaaka e kete o tlhoka selo sengwe, e tswa one ka osi o naya botlhe botshelo, le mowa le dilo tsotlhe; o dirile ditšhaba tsotlhe tsa batho, ba tswa mothong a le mongwe fela, go tla ba aga mo lefatsheng lotlhe, ka o tlhomamisitse metlha ya bone e e laotsweng, le melelwane ya maago a bone; gore ba batle Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaape, ba o bone, le fa o se kgakala le mongwe le mongwe wa rona; gonne mo go one re a tshela, mo go one re a tshikinyega, re leyo ka one; jaaka le bangwe bantshi ba dipina ba lona ba buile ba re: ‘Gonne le rona re losika lwa one.’ Ke gone e re ka re le lotsalo lwa Modimo, ga re a tshwanela go gopola fa o e leng Modimo tota o ka tshwana le gouta, le fa e le selefera, le fa e le lentswe le le setilweng ka botswerere le maano a motho. Ke gone, metlha ya botlhoka kitso, Modimo o ne wa e tlhokomologa; mme gompieno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaye ka ntlha tsotlhe,

Acts 19:19

Le ba le bantsi ba bone ba ba dirang ditiro tsa tseanyo, tse di forang, ba kgobokanya dikwalo tsa bone, ba di fisa ka molelo fa pele ga batho botlhe, mme ba bala madi a tsone, ba fitlhela a le diponto di le 5 000.

Romans 1:22-23

Ya re ka ba ikaya botlhale, ba tswa dieleele fela; kgalalelo ya Modimo o o sa boleng, ba e fetola setshwantsho se se mo tshwanong ya motho yo o bolang, le ya dinonyane, le ya tse di maoto mane, le tse di gagabang.

Romans 1:25

Ka ba anantse boammaaruri jwa Modimo ka maaka, ba obamela se se bopilweng, ba se direla bogolo go Mmopi yo o bakwang ka bosaengkae. Amen.

1 Corinthians 8:4-5

Ke gone, ka ga go ja dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, re a itse fa modimo wa sesetwa e se sepenyane, mme go se na modimo ope, fa e se o mongwe fela. Gonne le fa go na le e e bidiwang medimo kwa legodimong le mo lefatsheng; jaaka go na le medimo e le mentsi, le barena ba le bantsi;

1 Corinthians 10:14

Ke gone baratwa ba me, tshabang kobamelo ya medimo ya disetwa.

1 Corinthians 10:19-22

Ke a bo ke reng? A ke go re, se se isediwang modimo wa sesetwa setlhabelo ke selo sengwe, kgotsa modimo wa sesetwa ka osi ke selo sengwe? Ka re, dilo tse Baditšhaba ba di isang ditlhabelo ba di isetsa badimo, e seng Modimo. Ga ke rate lwa bo lo na le kabalano le badimo. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena, le senwelo sa badimo; ga lo ka ke lwa jela mo lomating lwa Morena, le mo lomating lwa badimo. Kgotsa a ke go re, re fufanya Morena? A re thata bogolo go ene?

1 Corinthians 12:2-3

Lo a itse fa e rile lo le Baditšhaba, lwa bo lo gogelwa kwa medimong ya disetwa eo ya dimumu, ka fa lo ne lo ka gogwa ka teng fela. Ke gone ke a lo tlhaloganyetsa, gore ga go ope yo e a reng a bua ka Mowa wa Modimo, a ba a ka re: “Jesu o hutsegile,” mme ga go motho ope yo o ka reng: “Jesu ke Morena,” fa e se ka Mowa o o Boitshepo.

2 Corinthians 6:15-16

Keresete o na le kutlwano efe le Beliale? Kgotsa yo o dumelang o na le kabelo efe le yo o sa dumeleng? Le tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medimo ya disetswa? Gonne rona re tempele ya Modimo o o tshedileng; fela jaaka Modimo o rile: “Ke tlaa aga mo go bone, ke ba ke tsamaya mo go bone; mme ke tlaa nna Modimo wa bone, mme ba tlaa nna batho ba me.”

2 Corinthians 11:13-14

Gonne batho ba ba ntseng jalo, ke baaposetole ba e seng bone, ke badiri ba ba tsietsang, ba ba itshwantshang le baaposetole ba ga Keresete fela. Ga se mo go ka gakgamalelwang, gonne Satane le ene o tle a itshwantshe le moengele wa lesedi.

Galatians 1:6-9

Ke a gakgamala, ka e le fa lo itlhaganela go tloga mo go ene yo o lo bileditseng mo tshegofatsong ya ga Keresete, lo ineela mo mafokong a a molemo a sele; a e bileng e se mafoko a a molemo a sele; mme go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go sokamisa Mafoko a a Molemo a ga Keresete. Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege. Jaaka re buile gale, ke bile ke bua jalo gape ka re: Fa motho mongwe a lo rerela Mafoko a a Molemo a sele, kwa ntle ga a lo a amogetseng, a a hutsege.

1 Timothy 2:5

Gonne go Modimo o le mongwe fela, go bile go motsereganyi le ene a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi,

1 Timothy 4:1

Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo.

Hebrews 9:27

Mme e re ka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, kwa morago go bo go tla tsheko,

James 2:19

O a dumela fa Modimo o le mongwe fela; o dira sentle; mewa e e maswe le yone e a dumela, mme e tsitsibane fela e rorome.

1 John 2:22-23

Moaki e mang fa e se yo o latolang go re Jesu ga se Keresete? Ke ene moganetsa Keresete, e bong ene yo o itatolang Rara le Morwawe. Le fa e le mang yo o itatolang Morwa Modimo, yo ke ene Rara e seng wa gagwe; yo o ipolelang Morwa Modimo, Rara le ene o na nae.

1 John 4:1-3

Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng. Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo. Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu, ga se wa Modimo; o ke one mowa wa moganetsa Keresete, o lo o utlwetseng fa o tla; jaanong o setse o le mo lefatsheng.

1 John 4:6

Rona re ba Modimo; yo o itseng Modimo o a re utlwa; mme yo o seng wa Modimo ga a re utlwe. Re a itse mowa wa boammaaruri, le mowa wa timelo ka gone moo.

1 John 5:21

Banyana ba me, ikefeng mo medimong ya disetwa.

2 John 1:9-11

Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

Revelation 9:20-21

Mme ba ba setseng ba losika lwa batho, ba ba se kang ba bolawa ke dipetso tse, ga ba a ka ba ikwatlhaela ditiro tsa diatla tsa bone, le fa e le go khutla go obamela badimo le medimo ya disetwa ya gouta, le ya selefera, le ya kgotlho, le ya lentswe, le ya logong; e le dilo tse di sa ka keng tsa bona, le fa e le go utlwa, le fa e le go tsamaya: Le gone ga ba a ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone, le fa e le boloi jwa bone, le fa e le kgokafalo ya bone, le fa e le bogodu jwa bone.

Revelation 12:9

Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo.

Revelation 13:4

mme ba obamela kgogela, ka e neile sebatana taolo ya yone; ba obamela sebatana ba re: “Mang yo o tshwanang le sebatana? Mang yo o nonofileng go tlhabana le sone?”

Revelation 13:15-18

Sa newa thata ya go se tsenya mowa, e bong setshwantsho sa sebatana, gore se bue, se be se dire gore botlhe ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebatana ba bolawe. Mme se patelele botlhe, bannye le bagolo, bahumi le bahumanegi, ba e leng bana ba motse le batlhanka, gore ba bewe lotshwao mo seatleng se segolo, kgotsa mo phatleng; le gore go se nne motho ope yo o ka rekang le fa e le go bapatsa, fa e se yo o nang le lotshwao, e bong leina la sebatana, kgotsa palo ya leina la sone. Botlhale ke jo. Yo o nang le tlhaloganyo, a a bale palo ya sebatana; gonne ke palo ya motho: palo ya sone ke 666.

Revelation 14:9-11

Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bone, a bua ka lentswe le legolo a re: “Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a iteseletsa go tshwaiwa mo phatleng, kgotsa mo seatleng, le ene o tlaa nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana. Mme mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae; ga ba na tapologo motshegare le bosigo, e bong bone ba ba obametseng sebatana le setshwantsho sa sone, le botlhe ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa leina la sone.”

Revelation 17:4-6

Mosadi a bo a apere bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, a kgabisitswe ka gouta le majana a a tlhokegang le diperela, a tshotse mo seatleng senwelo sa gouta se se tletseng tse di makgapha, e bong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe. Mo phatleng ya gagwe ga bo go kwadilwe leina go twe: “Boteng, Babilone o mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lefatshe.” Ka bona mosadi fa a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a basupi ba ga Jesu. Mme ya re ke mmona ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.

Revelation 18:23

le lesedi la lampa ga le ketla le tlhola le phatsima mo go wena gope; le lentswe la monyadi le la monyadwi, ga le ketla le tlhola le utlwala mo go wena gope; gonne babapatsi ba ba mo go wena e ne e le dikgosana tsa lefatshe; gonne merafe yotlhe e ne e tsiediwa ke boloi jwa gago.

Revelation 21:8

Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net