29 – Badimo

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Badimo.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

2 Peter 2:4

Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele jale mo lobakeng lo ba leofileng ka lone, mme wa ba latlhela mo moleteng, wa ba tswalela mo meleteng e e lefifi, go tla ba letisiwa motlha wa tshekiso;

1 Timothy 4:1

Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo.

Isaiah 14:12-15

“A bo o kile wa wa kwa legodimong, wena naledi ya masa! Morwa phepafalo ya bosa! A bo o kile wa remelwa fa fatshe, wena yo o kileng wa namalatsa merafe fa fatshe! Mme wa bo o ne o itheile mo pelong ya gago, wa re, o tlaa tlhatlogela kwa legodimong, o tlaa goleletsa setulo sa gago sa bogosi godimo ga dinaledi tsa Modimo; o tlaa dula mo thabeng ya bophuthegelo, kwa dikhutlong tsa lefatshe, ntlheng ya botsheka. Wa re o tlaa tlhatlogela godimo ga bogodimo jwa maru, o tlaa tshwana le Mogodimodimo. Le fa go ntse jalo o tlaa folosediwa mo Bobipong, kwa dikhutlong tsa molete.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 173

Genesis 3:1-6

Jaana noga ya bo e le boferefere bogolo go ditshedi tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re: “Kana, a ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?” Mosadi a raya noga a re: “Re ka ja loungo lwa ditlhare tsa tshimo; mme loungo lwa setlhare se se fa gare ga tshimo, Modimo o rile: ‘Lo se ka lwa lo ja, le gone lo se ka lwa lo ama, lo ka tla lwaa swa.’ ” Noga ya raya mosadi ya re: “Ruri ga lo ketla loo swa; gonne Modimo o a itse gore, e tlaa re mo letsatsing le lo lo jang, foo matlho a lona a tlaa buduloga, mme lo tlaa nna jaaka Modimo, lo itse molemo le bosula.” Mosadi a re a bona fa setlhare se le molemo go jewa, se bile se kgatlha mo matlhong, le gone fa setlhare se eletsega go tlhalefisa motho, a tsaya loungo lwa sone, a ja. A ba a lo naya monna wa gagwe a na nae, le ene a ja.

Genesis 3:13-15

Jehofa Modimo a raya mosadi a re: “Ke eng se o se dirileng?” Mosadi a re: “Noga e ntsieditse, mme ka ja.” Jehofa Modimo a raya noga a re: “E re ka o dirile seo se, o hutsegile bogolo go dikgomo tsotlhe le diphologolo le dibatana tsa naga. O tlaa gopa ka mpa, o tlaa ja lorole ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago. Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.”

Genesis 6:1-4

Ga dirala, e rile batho ba simolola go ntsifala mo lefatsheng, ba tshola bana ba basetsana. Bomorwa Modimo ba bona bomorwadia batho fa ba le bantle, jalo ba tsaya basadi mo go bone, botlhe ba ba ba ratang. Jehofa a re: “Mowa wa me ga o ketla o nna o ganela le motho ka bosenabokhutlo, ka gobo le ene e bile ke nama. Le fa go ntse jalo malatsi a gagwe a tlaa nna dinyaga di le 120.” Ga bo go le mekaloba mo lefatsheng mo malatsing ao. Le gone morago ga moo, fa bomorwa Modimo ba tsena mo go bomorwadia batho, ba tsala bana nabo, bao, e ne e le banna ba ba diganka tsa metlha ya bogologolo; banna ba ba itsegeng.

Leviticus 17:7

Ditlhabelo tsa bone ba se ka ba tlhola ba di isetsa badimo dikapodi, ba, ba ba latelang ba ba akafalela. O, e tlaa nna molao mo go bone ka bosakhutleng mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone.

Leviticus 19:31

“Se fapogeleng kwa go bone ba ba buang le badimo, le fa e le kwa go bone ba ba loang; lo se ka lwa ba batla go tla lo itshekololwa ke bone; ke nna Jehofa Modimo wa lona.

Leviticus 20:6

“Motho yo o fapogelang kwa go bone ba ba buang le badimo, le kwa baloing ba ba akafalela, ke tlaa bifela motho yoo fela, ke mo kgaola mo bathong ba ga gabo.

Leviticus 20:27

“Le monna, kgotsa mosadi yo o buang le badimo, kgotsa yo o leng moloi, ba bolawe ruri, a ba ba kgobotletse ka maje; madi a bone a a nne mo go bone.”

Numbers 25:2-3

gonne ba ne ba tle ba laleletse batho ditlhabelong tsa medimo ya bone; mme batho ba ja, ba ikobela medimo ya bone. Iseraele a ikopanya le Baale-peore; mme bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele.

Deuteronomy 18:10-11

Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo, le fa e le mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng, le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang, le fa e le mophekodi, kgotsa yo o buang le badimo, kgotsa ngaka ya bola, kgotsa y o botsang baswi.

Deuteronomy 32:17

Ba ne ba isetsa badimo ditlhabelo, ba e neng e se Modimo ope, e le medimo e ba neng ba sa e itse, medimo e e sa tswang go tlhaga, e borra ba lona ba ne ba sa e tshabe.

Judges 2:11

Bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba direla Bobaale.

1 Samuel 5:1-7

Jaana Bafilisitia ba ne ba gapile letlole la Modimo, ba le tlosa kwa Ebenesere ba le isa kwa Ašetote. Bafilisitia ba tsaya letlole la Modimo, ba le isa mo ntlong ya ga Dagone, ba le baya fa go Dagone. Ya re ka moso, Baašetoto ba phakela ba tsoga, ba fitlhela Dagone a wetse fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga letlole la ga Jehofa. Ba tsaya Dagone, ba mmaya mo bonnong jwa gagwe gape. E rile ba phakela ba tsoga ka moso o mongwe, ba fitlhela Dagone a wetse gape fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga letlole la ga Jehofa, tlhogo ya ga Dagone le diatla tsa gagwe tsoo pedi tsa bo di komogile, di komogetse fa serepoding; Dagone a setse a le komota fela. Ke gone ka moo, go le baperesiti ba ga Dagone, le botlhe ba ba tsenang mo ntlong ya ga Dagone, ga ba ke ba gata serepodi sa ga Dagone mo Ašetote, nako e sa le eno. Letsogo la ga Jehofa la nna boima mo go bone Baašetote, mme a ba senya, a ba betsa ka ditlhagala, e bong Ašetote le ba didikadike tsa gone. E rile batho ba Ašetote ba bona fa go ntse jalo, ba re: “Letlole la Modimo wa Iseraele ga le ketla le nna mo go rona; gonne letsogo la one le mo go rona mo go botlhoko, le mo go Dagone modimo wa rona.”

1 Samuel 16:14-16

Jaana mowa wa ga Jehofa wa bo o tlogile mo go Saule, mme mowa mongwe o o bosula o o tswang kwa go Jehofa wa bo o mo tshwenya. Batlhanka ba ga Saule ba mo raya ba re: “Bona mowa mongwe o o bosula o o tswang Modimong o a go tshwenya. A morena wa rona a laole batlhanka ba gago, ba ba fa pele ga gago, gore ba batle motho mongwe yo o setswerere go letsa harepa; mme go tlaa dirala, go re, fa mowa o o bosula o o tswang Modimong o le mo go wena, o tlaa letsa ka letsogo la gagwe, mme wena o fole.”

1 Samuel 16:23

Ga dirala e ne e re mowa o o bosula o o tswang Modimong o le mo go Saule, Dafite a tseye harepa ya gagwe, mme a letse ka letsogo; jalo Saule a tsidifalelwe, a fole mme mowa o o bosula o tloge mo go ene.

1 Samuel 18:10

Ga dirala ya re ka moso, mowa mongwe o o busula o o tswang Modimong wa tla ka thata mo go Saule, a phokelela mo teng ga ntlo; Dafite a letsa ka letsogo jaaka a tle a dire ka malatsi otlhe, Saule a bo a tshotse lerumo la gagwe.

1 Samuel 19:9

Mowa mongwe o o bosula o o tswang mo go Jehofa o ne o le mo go Saule, a dutse mo ntlong ya gagwe a tshotse lerumo la gagwe, Dafite a bo a letsa ka seatla sa gagwe.

1 Kings 11:5-7

Gonne Solomone a latela Ašetorethe modimo wa sesadi wa Basitone, le Milekome makgapha a Baamone. Solomone a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a se ka a sala Jehofa morago ka botlalo jaaka Dafite rraagwe a ne a dira. Foo Solomone a agela Kemose, makgapha a Bamoabe, felo fa go tlotlometseng mo thabaneng e e lebaganyeng le Jerusalema, le Moleke, makgapha a bana ba Amone, a mo agela jalo.

1 Kings 22:19-23

Mme a re: “Ke gone, wena, utlwa lefoko la ga Jehofa; ka bona Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme lesomosomo lotlhe la legodimo la bo le eme fa go ene ka fa tsogong le legolo, le ka fa go la molema. Jehofa a re: ‘E mang yo o tlaa tsietsang Ahabe gore a tle a ye kwa Ramothe-gileate, mme a wele gone?’ Mongwe a bua jaana, yo mongwe a bua ka go sele. Ga tswa mowa mongwe wa ya go ema fa pele ga Jehofa wa re: ‘Ke nna ke tlaa mo fepisang.’ Jehofa a o raya a re: ‘Kang?’ Wa re: ‘Ke tlaa tswa ke nna mowa o o akang mo melomong ya baperofeti botlhe ba gagwe.’ Mme a re: ‘O tlaa mo fepisa, le gone o tlaa mo fenya; tswa o ye o dire jalo.’ “Ke gone bona, Jehofa o tsentse mowa o o akang mo melomong ya baperofeti botlhe ba, ba gago; Jehofa o buile bosula ka ga gago.”

2 Kings 17:16-17

Ba latlha ditaolo tsotlhe tsa ga Jehofa Modimo wa bone, ba itirela ditshwantsho tse di thetsweng, e bong dinamane di le pedi, ba dira Modimako, ba obamela bontsi jotlhe jwa legodimo, ba direla Baale. Bomorwa bone, le bomorwadia bone ba ba ralatsa molelo, ba dira ka boitsejwanape le ka mereo, ba ithekisetsa go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng.

2 Kings 23:24

Gape Josia a tlosa le bone ba ba buang le badimo, le baloi, le mereo, le medimo ya disetwa, le tse di makgapha tsotlhe tse di fitlhetsweng mo lefatsheng la Juta le mo Jerusalema, gore a tlhomamise mafoko a molao a a kwadilweng mo lokwalong lo Hilekia moperesiti o lo bonyeng mo ntlong ya ga Jehofa.

1 Chronicles 10:13

Jalo Saule a swela tlolo ya gagwe e o kileng a e direla Jehofa, ka ntlha ya lefoko la ga Jehofa le o se kang a le tshegetsa; le ka gonne o ne a lopa kgakololo mo go mongwe yo o buang le badimo, gore a tle a botse ka gone.

1 Chronicles 21:1

Satane a tsogela Baiseraele, a tlhotlheletsa Dafite gore a bale Baiseraele.

2 Chronicles 11:15

Mme a itlhomela baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng, le ba medimo ya dikapodi, le ba dinamane tse o di dirileng.

2 Chronicles 33:6

Le gone a ralatsa bana ba gagwe molelo mo mogogorong wa morwa Hinome, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira ka boloi, a bua le bone ba ba buang le badimo, le ba e leng baitseanape. A dira bosula bo le botona mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheleletsa bogaleng.

Job 1:6-12

Jaana go ne go le letsatsi lengwe le bomorwa Modimo ba yang go iponatsa fa pele ga Jehofa ka lone, Satane le ene a ya nabo. Jehofa a raya Satane a re: “O tswa kae?” Foo Satane a fetola Jehofa, a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, le go tsamayatsamaya mo go lone.” Jehofa a raya Satane a re: “A o ntse o tlhokometse motlhanka wa me Jobe, gonne ga go na ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng, e le monna yo o itekanetseng, yo o siameng, motho yo o boifang Modimo, a tshaba bosula?” Foo Satane a fetola Jehofa, a re: “A Jobe o boifa Jehofa ka lefela? A ga o a mmeela mo tikologong ya gagwe le ntlo ya gagwe le tsotlhe tse o nang natso ka ntlha tsotlhe? O segofaditse tiro ya diatla tsa gagwe, le dithuo tsa gagwe di atile mo lefatsheng. A ko o ntshe seatla sa gago jaana, o ame tsotlhe tse o nang natso, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago.” Mme Jehofa a raya Satane a re: “Bona, dilo tsotlhe tse o nang natso di mo thateng ya gago; fa e se ene fela sebele, o se ka wa ntshetsa ene seatla.” Mme Satane a tswa fa pele ga Jehofa.

Job 2:1-7

Gape go le letsatsi lengwe le bomorwa Modimo ba yang go iponatsa fa pele ga Jehofa ka lone, Satane le ene a ya nabo, a ya go iponatsa fa pele ga Jehofa. Jehofa a raya Satane a re: “O tswa kae?” Satane a fetola Jehofa a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, le go tsamayatsamaya mo go lone.” Jehofa a raya Satane a re: “A o ntse o tlhokometse motlhanka wa me Jobe, gonne ga go na ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng, e le monna yo o itekanetseng, yo o thokgameng, a boifa Modimo, a tshaba bosula? O sa ntse a tshegeditse bosenang molato jwa gagwe, le fa o ntlhotlheleditse, gore ke mo senye ka bomo.” Satane a fetola Jehofa a re: “Letlalo le tle le ntshediwe letlalo, ee, tsotlhe tse motho o nang natso o tlaa di ntshetsa botshelo jwa gagwe. Mme a ko o ntshe seatla sa gago jaana, o mo ame lesapo le nama, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago.” Jehofa a raya Satane a re: “Bona, o mo seatleng sa gago; o rekegele botshelo jwa gagwe, ke gone gotlhe.” Jalo Satane a tswa fa pele ga Jehofa a ya a itaya Jobe ka diso tse di bosula, go simolola ka sebete sa lonao go ya phogong ya gagwe.

Psalms 106:37-38

ee, ba ntsha bomorwaa bone, le bomorwadia bone ditlhabelo tsa badimo. Ba tsholola madi a a se nang molato, e bong madi a bomorwaa bone ba ba ba iseditseng medimo ya disetwa ya Kanana ditlhabelo; lefatshe la leswefadiwa ke madi.

Isaiah 14:9-11

“Bobipo kwa tlase o tsebeetsegela go ya go kgatlhantsha go tla ga gago; o go tsosetsa baswi, e bong ditlhogo tsotlhe tsa lefatshe; o nanotse dikgosi tsotlhe tsa merafe mo ditulong tsa tsone tsa bogosi. Botlhe bao ba tlaa bua nao ba re: ‘A e ntse jaana le wena o koafetse jaaka rona? A o semegile go tshwana le rona?’ Boitlotlomatso jwa gago bo foloseditswe mo Bobipong, le modumo wa diletso tsa gago; seboko se adilwe tlase ga gago, dibokwana di a go hupetsa.

Isaiah 14:12-15

“A bo o kile wa wa kwa legodimong, wena naledi ya masa! Morwa phepafalo ya bosa! A bo o kile wa remelwa fa fatshe, wena yo o kileng wa namalatsa merafe fa fatshe! Mme wa bo o ne o itheile mo pelong ya gago, wa re, o tlaa tlhatlogela kwa legodimong, o tlaa goleletsa setulo sa gago sa bogosi godimo ga dinaledi tsa Modimo; o tlaa dula mo thabeng ya bophuthegelo, kwa dikhutlong tsa lefatshe, ntlheng ya botsheka. Wa re o tlaa tlhatlogela godimo ga bogodimo jwa maru, o tlaa tshwana le Mogodimodimo. Le fa go ntse jalo o tlaa folosediwa mo Bobipong, kwa dikhutlong tsa molete.

Isaiah 14:16-17

“Ba ba go bonang ba tlaa go sekaseka ka matlho, ba tlaa go akanya, ba re: ‘Monna yo a ke ene yo o ne a roromisa lefatshe, a reketlisa magosi; a dira lefatshe go nna naga fela, a ribegetsa metse ya lone; mme a se ke a gololela ditshwarwa tsa gagwe go ya magabone?’

Isaiah 14:29

“O se ka wa itumela wena Filisitia, gotlhe ga gago, ka go re, thupa e e kileng ya go betsa e robegile, gonne mo motsweng wa noga go tlaa tswa šaušawane, mme lotsalo lwa yone e tlaa nna noga e e molelo e e fofang.

Isaiah 27:1

Mo letsatsing leo Jehofa o tlaa betsa seinyoki se segolo sa noga e e sefadima, le seinyoki sa noga se se ikgarang, ka tšhaka ya gagwe e e botlhoko, e tona, e e thata; mme o tlaa bolaya kgogela e e mo nokeng.

Isaiah 30:6

Ponelopele kaga dibatana tsa kwa ntlheng ya Borwa. Ba tla ba raletse lefatshe la tlalelo, le botlhoko jo bo molelo, kwa tau e namagadi le tau e tona di tswang gone, le šaušawane, le kgwanyape e e fofong, ba tla ba tshotse dikhumo tsa bone ba di belesitse mo magetleng a dieselana, le mahumo a bone mo diroteng tsa dikamela, ba di isa kwa tšhabeng e e se ketlang e dirana le molemo mo go bone ka sepe.

Jeremiah 50:2

“Bolelang mo merafeng lo kakanye, mme lo tlhome mokgele; kakanyang, lo se ka lwa loba; lo re: ‘Babilone o gapilwe, Bele o tlhabisitswe ditlhong, Merotake o thubagantswe; ditshwantsho tsa gagwe di tlhabisitswe ditlhong, medimo ya gagwe ya disetwa e thubagantswe.’

Ezekiel 28:12-15

“Morwa motho, tlhabeleletsa kgosi ya Ture khutsafalelo, mme o e reye o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: O konela tshobokanyo, o tletse botlhale, o itekanetse mo bontleng. O ne o le mo Etene tshimo ya Modimo; lentswana lengwe le lengwe le le tlhokegang e ne e le seipipo sa gago, e bong la saredio, le la topase, le la teemane, le la berile, le la onekesa le la jasepere, le la safire, le la emerelete, le la karebunekele, le gouta; go dira meropana ya gago, le ditlhaka tsa gago tse di lediwang, go ne go le mo go wena; di baakantswe mo motlheng o o tlhodilweng ka one. E ne e le wena tšheruba e e tloditsweng e e khurumetsang; mme ka go baya, wa ba wa tla wa nna mo thabeng e e itshepileng ya Modimo; o tsamaetse kwa le kwa mo gare ga maje a a molelo. E sa le ka letsatsi le o tlhodilweng ka lone o ntse o itekanetse fela, ga tsamaya tshiamololo ya fitlhelwa mo go wena.

Ezekiel 28:16-19

Ba tladitse bogare jwa gago ka thubakano ka bontsi jwa dithekelano tsa gago, mme o leofile. Ke gone ka moo ke go fegoletseng koo mo thabeng ya Modimo jaaka selo se se matladika; mme ke go sentse, wena tšheruba e e khurumetsang, ka go ntsha mo majeng a molelo. Pelo ya gago e ne e itsholeditse ka ntlha ya bontle jwa gago, o bodisitse botlhale jwa gago ka ntlha ya phatsimo ya gago; ke go digetse fa fatshe, ke go beile fa pele ga dikgosi, gore di go bone. Ka bontsi jwa maikepo a gago, mo tshiamololong ya go bapala ga gago, o tlhapaditse mafelo a gago a a boitshepo; ke gone ka moo ke tukisitseng molelo mo gare ga gago, o go laitse, mme ke go fetotse melora fa fatshe mo ponong ya botlhe ba ba go lebileng. Botlhe ba ba go itseng mo ditšhabeng ba tlaa go gakgamalela; o fetogile theregiso, mme ga o ketla o tlhola o leyo gope.”

Daniel 10:12-13

Foo a nthaya, a re: “O se ka wa boifa, Daniele, gonne e sa le ka tsatsi la ntlha le o ineetseng ka lone go tlhaloganya, le go ikisa tlase fa pele ga Modimo wa gago, mafoko a gago a utlwilwe; mme ke tsile ka ntlha ya mafoko a gago. Kgosana ya bogosi jwa Peresia ya ganela le nna ka malatsi a le 21, mme bona, Mikaele, mongwe wa dikgosana tse dikgolo, a tla go nthusa; mme ka sala teng le dikgosi tsa Peresia.

Daniel 10:20-21

Foo a re: “A o itse ka fa ke tsileng mo go wena ka teng? Mme jaanong ke tlaa bowa ke ya go tlhabana le kgosana ya Peresia. Mme e tlaa re ke tswa, bona, kgosana ya Gerika e tlaa tla. Mme ke tlaa go bolelela se se kwadilweng mo lokwalong lwa boammaaruri; mme ga go na ope yo o emeng le nna ntlheng ya dilo tse, fa e se Mikaele kgosana ya lona.”

Zechariah 3:1-2

A ntshupetsa Jošua moperesiti yo mogolo a eme fa pele ga moengele wa ga Jehofa, le Satane a eme ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la gagwe, gore a nne moganetsi wa gagwe. Jehofa a raya Satane a re: “A Jehofa a go kgalemele wena Satane; ee, Jehofa yo o itshenketseng Jerusalema, a a go kgalemele; yo a ga se motswaiso o o swatotsweng mo molelong?”

Zechariah 13:2

“Go tlaa dirala mo motlheng oo,” go bua Jehofa wa masomosomo, “go re, ke tlaa kgaola maina a medimo ya disetwa a tswa mo lefatsheng, ga a ketla a tlhola a gakologelwa; gape, ke tlaa dira gore baperofeti le ba mowa o o maswe ba tswe mo lefatsheng.

Matthew 4:1-11

Foo Jesu a gogelwa ke Mowa kwa nageng, a ya go raelwa ke diabolo. E rile a sena go ikitsa go ja ka malatsi a le 40, le masigo a le 40, morago a tloga a bolawa ke tlala. Mme moraedi a tla a mo raya a re: “A e re fa o le Morwa Modimo, o laole maje a, o re a fetoge dinkgwe.” Mme ene a fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’ ” Foo diabolo a mo isa mo motseng o o boitshepo; a mmaya mo setlhoeng sa tempele. A mo raya a re: “A e re fa o le Morwa Modimo, o itatlhele kwa tlase, gonne go kwadilwe ga twe: “ ‘O tlaa laela baengele ba gagwe ka ga gago; mme ba tlaa go legelela ka diatla tsa bone, e se re kgotsa lonao lwa gago lwa sugakanngwa ke lentswe.’ ” Jesu a mo raya a re: “Go bile go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa leka Morena Modimo wa gago.’ ” Gape diabolo a mo isa kwa thabeng e e godileng thata, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe, le kgalalelo ya one. Mme a mo raya a re: “Dilo tsotlhe tse ke tlaa di go naya, fa o ka wela fa fatshe wa nkobamela.” Foo Jesu a mo raya a re: “Tloga o ye koo Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene esi yo o tlaa mo direlang.’ ” Foo diabolo a mo tlogela; mme baengele ba tla ba mo direla.

Matthew 4:24

Mme tumo ya gagwe ya utlwala mo lefatsheng lotlhe la Siria; mme ba isa kwa go ene botlhe ba ba bobolang, ba tshwerwe ke malwetse mangwe le mangwe, le ditlhokofatso, le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe, ba ba karalalang le ba ba teteselang; mme a ba fodisa.

Matthew 7:21-23

“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’

Matthew 8:16

E rile go le maitseboa ba lere kwa go ene batho ba le bantsi ba ba tsenyweng ke badimo; mme a kgoromeletsa mewa eo kwa ntle ka lefoko fela, a ba a fodisa botlhe ba ba lwalang;

Matthew 8:28-33

E rile a sena go fitlha kwa moseja mo lefatsheng la Bagatare, a rakana le batho ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba tswa mo diphupung, ba le bogale thata, mme ga bo go se na ope yo o ka fetang ka tsela eo. Mme ba ba goa ba re: “Re dirang ka wena, wena Morwa Modimo? A o tsile go re tlhokofatsa e ise e nne motlha?” Jaana fa kgakala nabo ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe se fula. Mewa e e maswe e mo rapela thata e re: “Fa o re kgoromeletsa ntle, re romele mo serapeng sa dikolobe.” Mme a e raya a re: “Yang,” mme ya tswa ya ya ya tsena mo dikolobeng; mme bonang, serapa sotlhe sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, sa swela mo metsing. Badisa ba tsone ba tshaba, ba ya ba tsena mo motseng, ba bolela gotlhe, le ka fa go dirafaletseng ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ka teng.

Matthew 9:32-34

E rile ba tswa, bonang, ga leriwe mo go ene monna mongwe wa semumu, a tsenywe ke mowa o o maswe. Ya re mowa o o maswe a sena go kgoromelediwa ntle, semumu sa bua; mme batho ba bantsintsi ba gakgamala ba re: “Ga go ise go ke go bonwe jalo gope mo go Baiseraele.” Mme Bafarisai bone ba re: “O kgoromeletsa mewa e e bosula ntle ka kgosana ya mewa e e busula.”

Matthew 10:1

A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.

Matthew 10:8

Fodisang babobodi, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, kgoromeletsang mewa e e maswe ntle. Lo amogetse fela, nayang fela.

Matthew 12:22-23

Foo ga leriwe kwa go ene mongwe yo o tsenyweng ke mowa o o maswe, a le sefofu, a bile a le semumu; mme a mo fodisa, monna wa semumu a ba a tla a bua, a ba a bona. Mme batho ba ba matshutitshuti ba gakgamala botlhe ba re: “Yo, a ke ene morwa Dafite?”

Matthew 12:24-32

E rile Bafarisai ba utlwa, ba re: “Monna yo ga a kgoromeletse mewa e e maswe ntle, fa e se ka Beelesebube kgosana ya mewa e e maswe.” Mme ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a swafala; le motse mongwe le mongwe, le fa e le ntlo e e ikgaogantseng ga e ka ke ya ema; Fa Satane a kgoromeletsa Satane ntle, o tlaa bo a ikgaogantse; mme bogosi jwa gagwe bo tlaa ema jang? Mme nna, e ka re fa e le gore ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Beelesebube, bomorwaa lona bone ba ba kgoromeletsa ntle ka mang? Ke gone bone ba tlaa nnang baatlhodi ba lona. E ka re fa e le gore ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Mowa wa Modimo, e tlaa bo jalo bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona. “Kgotsa motho o ka tsena jang mo ntlong ya monna yo o thata, a thopa dilo tsa gagwe, fa a se ka a golega monna yo o thata pele? Ke gone o ka thopang ntlo ya gagwe. “Yo o sa emang le nna o tlhabana le nna; le yo o sa phutheng le nna o a falatsa. Ke gone ke lo rayang ke re: Batho ba tlaa itshwarelwa dibe tsotlhe le tlhapatso; mme tlhapatso e e tlhapatsang Mowa, ga e ketla e itshwarelwa. Le fa e le mang yo o tlaa buang lefoko le le nyatsang Morwa Motho, o tlaa go itshwarelwa; mme le fa e le mang yo o tlaa buang lefoko le le nyatsang Mowa o o Boitshepo, ga a ketla a go itshwarelwa, le fa e le mo lefatsheng leno, le fa e le mo go le le tlang.

Matthew 12:43-45

“Mowa o o maswe o a re o dule mo mothong, o ye o ralale dikaka o batla boikhutso, mme o se ke o bo bone. Foo o itheye o re: ‘Ke tlaa ba ke boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yone’; mme o re o tsile o fitlhele e se na motho ope, e feetswe, e baakantswe. Jaana o ye o itseele mewa e sele e supa, e e o gaisang ka bosula, mme e tsene e age teng; mme go fele go befile mo mothong yo go feta ga ntlha. Go tlaa nna jalo fela le losika lo, lo lo bosula.”

Matthew 13:19

E a re fa mongwe a utlwa lefoko la bogosi, a sa le tlhaloganye, foo yo o bosula a tle a phamole se se jadilweng mo pelong ya gagwe. Yo ke ene wa peo e e jaletsweng fa tseleng.

Matthew 13:24-28

A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le motho yo o kileng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe; mme ya re go sa robetswe, mmaba wa gagwe a tla a jala mohoka le one mo mabeleng, mme a tsamaya. E rile mogwang o gola, mabele a tsala, mohoka le one wa bonala. Batlhanka ba mong wa tshimo ba tla ba mo raya ba re: ‘Morena, a go o a jala peo e e molemo mo tshimong ya gago, mme jaanong e bile e tshotse mohoka kae?’ A ba raya, a re: ‘Ke mmaba yo o dirileng jalo.’ Batlhanka ba re: ‘Fa e le jalo, a o rata ra ya ra o phutha?’

Matthew 13:38-40

tshimo ke lefatshe; peo e e molemo yone ke bana ba bogosi; mme mohoka ke bana ba yo o bosula; mmaba yo o ba jadileng ke diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele. Ke gone jaaka mohoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo; go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe.

Matthew 16:19

Ke tlaa go neela dikopololo tsa bogosi jwa legodimo; se o tlaa se bofang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofilwe kwa legodimong; mme se o tlaa se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofolotswe kwa legodimong.”

Matthew 16:21-23

Go simolola ka lobaka loo, Jesu a nna a tlhaloganyetsa barutwa ba gagwe fa a na le go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa dilo di le dintsi ke bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, le go bolawa, le go ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro. Mme Petere a mo isa fa thoko, a simolola go mo omanya a re: “A go nne kgakala nao, Morena; mo ga go ketla go go dirafalela gope.” Mme ene a retologa, a raya Petere a re: “Tloga fa pele ga me Satane; gonne o sekgopi mo go nna; ka gobo ga o tlhokomele dilo tsa Modimo, fa e se dilo tsa batho fela.”

Matthew 17:15-18

“Morena, utlwela morwaake botlhoko; gonne o tle a nne a karalale, mme o utlwa botlhoko thata; gonne o tle a wele mo molelong le mo metsing gantsi. Ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa.” Jesu a ba fetola a re: “Losika lo lo sa dumeleng, lo lo kgopo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae? Mo lereng kwano go nna.” Mme Jesu a kgalemela mowa o o maswe, mme wa tswa mo go ene; mosimane o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.

Matthew 18:18

“Ammaaruri ke a lo raya: Le fa e ka ne e le dilo dife tse lo di bofang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofilwe kwa legodimong; le gone le fa e ka ne e le dilo dife tse lo tlaa di bofololang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofolotswe kwa legodimong.

Matthew 23:33

Dinoga ke lona, le lotsalo lwa dišaušawane, lo tlaa falola jang mo tshekisong ya molete?

Matthew 25:41

“Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe.

Mark 1:13

Mme a nna mo nageng malatsi a le 40 a raelwa ke Satane; a nna teng le diphologolo; mme baengele ba mo direla.

Mark 1:21-27

Ba ya ba fitlha mo Kaperenaume; mme ka letsatsi la Sabata a tsena mo ntlong ya thuto, mme a ruta. Mme batho ba gakgamadiwa ke thuto ya gagwe; gonne o ne a ba ruta jaaka mongwe yo o nang le taolo, e seng jaaka bakwadi. Mme ga tshoganwa ka go bile go le monna mongwe mo ntlong ya bone ya thuto, a na le mowa o o maswe; mme a goa, a re: “Re dirang ka wena, wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene, o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, mme o tswe mo go ene!” Mowa o o maswe wa tswa mo go ene o mo fafamosa, o goa ka lentswe le legolo. Ba gakgamala botlhe, ba ba ba tla ba botsanya ba re: “Ana selo se ke eng? A thuto e ntšha! O laola ka thata le e leng mewa e e maswe, mme e mo utlwe.”

Mark 1:32-34

E rile go le maitseboa letsatsi le kotlomela, ba lere kwa go ene botlhe ba ba bobolang, le ba ba tsenyweng ke mewa e e bosula. Motse otlhe wa bo o phuthegile o kokoanye fa mojakong. Mme a fodisa batho ba le bantsi ba ba lwalang malwetse a le mantsi, a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula e le mentsi; mme a se ka a leseletsa mewa e e bosula go bua, ka gobo e ne e mo itse.

Mark 1:39

Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a tsena mo matlong a bone a thuto, a rera, a kgoromeletsa mewa e e bosula ntle.

Mark 3:11-12

Le mewa e e maswe e ne e tle e re e mmona, e wele fa pele ga gagwe, e goe e re: “O Morwa Modimo.” Mme a e laya thata a re, e se ka ya mo utlwatsa.

Mark 3:14-15

A tlhaola ba le 12 gore ba nne nae, gore a tle a ba rome ba ye go rera Mafoko a a Molemo, le gore ba nne le thata ya go kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Mme ke ba:

Mark 3:22-30

Le bakwadi ba ba fologileng kwa Jerusalema ba re: “O na le Beelesebube.” Gape ba re: “O kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka kgosana ya mewa e e maswe.” Mme a ba ipiletsa, a bua nabo ka ditshwantsho, a re: “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntle jang? Fa bogosi bo ikgaogantse, bogosi joo ga bo ka ke jwa ema. Ntlo le yone fa e ikgaogantse, ntlo eo ga e ketla e nonofa go ema. Fa Satane a itsogologetse, a kgaoganye, ga a ka ke a ema, mme o na le bokhutlo. “Ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o thata, a thopa dilo tsa gagwe, fa a se ka a golega monna yo o thata pele; foo o ka thopa ntlo ya gagwe. “Ammaaruri ke a lo raya, dibe tsotlhe tsa bomorwa batho ba tlaa di itshwarelwa, le ditlhapatso tse ba tlhapatsang ka tsone, le fa e ka bo e le dife. Mme le fa e le mang yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo, ga a na go itshwarelwa gope, o molato wa boleo jo bo se nang bokhutlo.” Ya bo e le ka gobo ba rile, Jesu o na le mowa o o maswe.

Mark 4:14-15

Mojadi o jala lefoko. Ba ke bone ba ba fa tseleng, kwa lefoko le jalwang teng. Mme e a re ba sena go utlwa, Satane a akofe a tle, a tlose lefoko le le jadilweng mo go bone.

Mark 5:2-19

Ya re a sena go tswa mo mokorong, a akofa a kgatlhana le monna mongwe yo o nang le mowa o o maswe, a tswa mo diphupung; yo boago jwa gagwe bo leng mo diphupung; mme ga bo go se ope yo o ka tlholang a mo golega, nnyaa, le fa e le ka ketane; gonne o ne a kile a golegwa gantsi ka mefiri le diketane, mme diketane a di komaganye, le mefiri a e thubaganye. Go ne go se ope yo o nonofileng go mo kgwabofatsa. Ka gale le gale, bosigo le motshegare, a le mo diphupung le mo dithabeng, a bo a ntse a goa, a itshegaka ka maje. Mme ya re a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a ya a mo obamela. A goa ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.” Ka gobo o ne a o reile a re: “Tswa mo monneng yo, mowa o o maswe ke wena!” Mme a mmotsa a re: “Leina la gago ga twe o mang?” A fetola a re: “Leina la me ke Mophato, gonne re bantsi.” Mme a mo rapela thata gore a se ka a e leleka mo lefatsheng leo. Jaana ka fa mofapheng wa thaba ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe, di fula. Mme ya mo rapela ya re: “Mma re ye mo dikolobeng gore re tsene mo go tsone.” Mme a e leseletsa. Mewa e e maswe ya tswa, ya tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, e ka ne e le di le 2 000; mme tsa betwa ke lewatle. Ba ba di disitseng ba tshaba, ba ya ba bolela mo motseng, le mo lefatsheng. Batho ba ya go bona gore se se diretseng ke eng? Mme ba tla mo go Jesu, ba fitlhela ene yo o neng a tsenywe ke mewa e e maswe a bile a dutse a apere, a ikutlwa sentle, e bong ene yo o neng a na le mophato; mme ba boifa. Ba ba bonyeng ka matlho ba ba kakanyetsa ka fa go dirafaletseng ene yo o ne a tsenywe ke mewa e e maswe ka teng, le ka ga dikolobe. Ba simolola go mo rapela gore a tswe mo lefatsheng la bone. Mme ya re a tsena mo mokorong, yo o neng e tsenywe ke mewa e e maswe a mo rapela gore a nne nae. Mme a se ka a mo leseletsa, a mo raya a re: “Ya kwa gaeno kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dikgolo tse Morena o di go diretseng, le jaaka a go tlhomogetse pelo.”

Mark 6:7

A ipiletsa ba ba 12, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi; a ba naya thata ya go laola mewa e e maswe;

Mark 6:12-13

Ba bolola ba ya ba rera gore batho ba ikwatlhaye. Ba kgoromeletsa mewa e e maswe le e mentsi ntle, le batho ba le bantsi ba ba lwalang, ba ba tlotsa lookwane, ba ba fodisa.

Mark 7:25-30

Ka bonako mosadi mongwe yo ngwana wa gagwe wa mosetsanyana o nang le mowa o o maswe, ya re a mo utlwela, a tla a wela fa dinaong tsa gagwe. Jaana mosadi yo ya bo e le Mogerika, wa tšhaba ya Serofonike. Mme a mo rapela thata gore a kgoromeletse ntle mowa o o maswe mo go morwadie. Mme a mo raya a re: “A bana ba kgore pele; gonne, ga go a tshwanela go tsaya dijo tsa bana, le go di latlhela dintša.” Mosadi a mo fetola a re: “Ee, Morena, le e leng tsone dintša, di le ka fa tlase ga lomati lwa bojelo, di ja matlhotlhora a bana.” Mme ene a mo raya a re: “Ka lefoko leo tsamaya fela; mowa o o maswe o dule mo go morwadio.” Mme a tsamaya a ya ga gagwe, mme a fitlhela ngwana a beilwe mo bolaong, mme mowa o o maswe o dule mo go ene.

Mark 8:31-33

A simolola go ba ruta fa Morwa Motho a na le go bogisiwa dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane, le ke ditlhogo tsa baperesiti, le ke bakwadi, le gone fa a tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo a tlaa ba a tsoga. Lefoko le a le buela kwa ntle fela. Mme Petere a mo tsaya, a simolola go mo omanya. Mme ene a retologa, ya re a bona barutwa ba gagwe, a omanya Petere a re: “Tloga fa pele ga me, Satane, gonne ga o tlhokomele dilo tse e leng tsa Modimo, fa e se tsa batho fela.”

Mark 9:17-29

Mongwe wa bontsi a mo fetola a re: “Moruti, ke lerile morwaake kwa go wena; o na le mowa wa semumu. Gongwe le gongwe kwa o mo tshwarang teng, o mo piriganyetsa fa fatshe; mme a phoke mafulo, a phuranye meno, a kwatlalale. Mme ke buile le barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle, mme ba palelwa.” A bua nabo a re: “Ao! a losika lo lo se nang tumelo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae? Mo lereng kwano go nna.” Ba mo isa kwa go ene; mme ya re a mmona ka bonako mowa wa mo tsibiketsa mo go botlhoko; mme a wela fa fatshe a bidikama, a phoka mafulo. Mme a botsa rraagwe a re: “Go fetile lobaka lo lokae, golo mo go sena go tlaa mo go ene?” Mme a re: “E sa le ka bonyana jwa gagwe. Gantsintsi o mo digetse mo molelong le mo metsing go mo senya; mme fa o nonofile go dira sengwe, o re tlhomogele pelo, o re thuse.” Jesu a mo raya a re: “Wa re: ‘Fa o nonofile!’ Aitse dilo tsotlhe di ka diralela yo o dumelang.” Foo rra ngwana a goa a re: “Ke a dumela; thusa go tlhoka go dumela ga me.” Ya re Jesu a bona fa bontsi jwa batho bo tabogela mmogo teng, a kgalemela mowa o o maswe a re: “Wena mowa wa semumu, o o bosusu, ke a go laola, tswa mo go ene, mme o se ka wa tlhola o tsena mo go ene.” Ya re o sena go goa, le go mo tsibiketsa thata, wa tswa, mme ngwana a nna jaaka moswi fela; bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa re: “O sule.” Mme Jesu a mo tshwara ka seatla, a mo kakatlolola, mme a ema. Ya re a sena go tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmoletsa kwa thoko, ba re: “Re ne re sa nonofa ka ntlha yang go o kgoromeletsa ntle?” A ba raya a re: “O o ntseng jaana ga o ka ke wa tswa ka sepe, fa e se ka thapelo, (le ka go ikitsa go ja).”

Mark 16:9

Jaana e rile a sena go tsoga go le ka maphakela ka letsatsi la ntlha la beke, a bonala pele kwa go Maria Magetalene, yo o kileng a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e e supang mo go ene.

Mark 16:16-17

Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa. Ditshupo tse, di tlaa dirana le ba ba dumelang: ba tlaa kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la me; ba tlaa bua dipuo tse dintšha;

Luke 4:1-13

Jesu a ntse a tletse Mowa o o Boitshepo, a boa kwa Joretane, a nna a tsamaisiwa ke Mowa mo gare ga naga, a ntse a raelwa ke diabolo ka malatsi a 40. A se ka a ja sepe mo malatsing ao; mme a sena go feta, morago a bolawa ke tlala. Mme diabolo a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, raya lentswe le, gore le fetoge senkgwe.” Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a ketla a tshela ka senkgwe se le sosi.’ ” Diabolo a mo tlhatlosa, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe ka ponyo ya leitlho. Diabolo a mo raya a re: “Ke tlaa go naya thata yotlhe e, le kgalalelo ya magosi a, gonne mo go neetswe nna, mme ke ka go naya yo ke ratang go go mo naya. Ke gone fa o ka nkobamela, gotlhe e tlaa nna ga gago.” Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, mme o direle one o le osi fela.’ ” Foo a mo isa kwa Jerusalema, a mmaya mo setlhoeng sa tempele, a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, o le fano o itigele kwa tlase; gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tlaa laya baengele ba one ka ga gago gore ba go dibele; ba tlaa go legelela ka diatla gore e se re kgotsa motlhamongwe lonao lwa gago lwa sugakanngwa ke lentswe.’ ” Jesu a mo fetola a re: “Go tulwe: ‘O se ka wa leka Morena Modimo wa gago.’ ” E rile diabolo a sena go swetsa thaelo yotlhe, a mo tlogela ka lobaka.

Luke 4:32-36

Mme ba gakgamalela thuto ya gagwe; ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata. Mo ntlong ya thuto ga bo go le motho yo o nang le mowa o o maswe, mme a goa ka lentswe le legolo. A re: “Hee! Re go dirang wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene; o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, o tswe mo go ene,” ya re mowa o o maswe o sena go mo piriganya fa gare ga bone, wa tswa mo go ene, mme wa se ka wa mo utlwisa botlhoko. Botlhe ba welwa ke kgakgamalo, ba raana ba re: “Ana lefoko le ke la eng? Gonne o laola mewa e e maswe ka thata le ka nonofo, mme e tswe.”

Luke 4:40-41

Jaana e rile letsatsi le kotlomela, botlhe ba ba nang le ba ba bobolang malwetse mangwe le mangwe, ba ba isa kwa go ene; mme a baya diatla mo go mongwe le mongwe wa bone, a ba fodisa. Le mewa e e maswe le yone ya tswa mo bathong ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e leseletsa go bua; ka e mo itse fa e le ene Keresete.

Luke 6:18

le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe, mme ba fodisiwa.

Luke 7:21

Ya re e sa ntse e le nako eo a fodisa batho ba le bantsi malwetse le dipobolo, le mewa e e bosula; le difofu di le dintsi a di naya go bona.

Luke 8:2

le basadi bangwe ba ba fodisitsweng mewa e e bosula le diemera, le Maria yo o bidiwang Magetalene, yo mewa e supa e duleng mo go ene,

Luke 8:11-12

“Mme jaana setshwantsho ke se: Peo ke lefoko la Modimo. Ba ba fa tseleng ke ba ba utlwileng; foo go tle diabolo a tlose lefoko mo pelong tsa bone, gore ba se ka ba dumela mme ba bolokwa.

Luke 8:27-39

Ya re a tswela mo lefatsheng, a kgatlhana le monna mongwe yo o tswang mo motseng, yo o nang le mowa o o maswe; yo o sa leng a nna fela ka lobaka lo loleele a sa apare sepe, a bile a sa nne mo ntlong epe, fa e se mo diphupung fela. Ya re a bona Jesu, a goa, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, mme ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo wa Mogodimodimo? Ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa.” Gonne o ne a laotse mowa o o maswe gore o tswe mo monneng yoo. Ka gobo o ne o ntse o mo tshwere gantsi; a disiwa a golegilwe ka dikeetane le mehiri; mme a komoganye dikgolego, a kgweelediwe ke mowa o o maswe kwa gare ga naga. Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago e mang?” A re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye mewa e e maswe e le mentsi mo go ene. Mme ya mo rapela gore a se e laolele go ya kwa moleteng o o se nang bolekanyetso. Jaana ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe teng, se fula mo thabeng; ya mo rapela gore a e leseletse go tsena mo go tsone. Mme a e leseletsa. Mme mowa o o maswe wa tswa mo monneng yoo, wa tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo bodibeng, mme sa betwa ke metsi. E rile badisa ba tsone ba bona se se dirafetseng, ba tshaba, ba ya ba bolela mo motseng le mo lefatsheng. Mme ba tswa ba ya go bona se se dirafetseng; ba tla kwa go Jesu, ba fitlhela monna yo mowa o o maswe o duleng mo go ene a dutse fela fa dinaong tsa ga Jesu, a apere, a bile a na le tlhaloganyo e e siameng ya gagwe; mme ba boifa. Le ba ba se bonyeng ba ba bolelela ka fa yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe o fodisitsweng ka gone. Batho botlhe ba lefatshe la Bagerasa le ba tikologo ya gone, ba mo rapela gore a tsamaye a tswe mo go bone, ka ba ne ba tshwerwe ke poifo e kgolo, mme a tsena mo mokorong, a boa. Mme monna yo mowa o o maswe o duleng mo go ene, a mo rapela gore a nne nae; mme Jesu a mo naya tsela a re: “Boela kwa ntlong ya gago, mme o bolele dilo tse dikgolo tse Modimo o di go diretseng.” Mme a tsamaya, a ya a bolela mo motseng otlhe, a kakanya dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng.

Luke 9:1

A phutha ba ba 12, a ba naya thata le taolo go laola mewa e e maswe yotlhe, le go fodisa malwetse.

Luke 9:38-43

Mme bonang, monna mongwe mo bontsing a goa a re: “Moruti, ke a go rapela, a ko o lebe morwaake; gonne ke ene ngwanake yo o esi. Mme bona, mowa o tlo o mo tseye, mme re tshogane ka a goa, o mo tsibiketse, a phoke masulo, o mo tapete, o mo tlogele ka bothata. Ke rapetse barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle; mme ba reteletswe.” Jesu a fetola a re: “Ao, losika lo lo se nang tumelo, lo lo tlhogo e thata! Ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae ke iphapaanya le lona? Lere morwao kwano.” Ya re a sa ntse a tla kwa go ene, mowa o o maswe wa mo piriganya, wa mo tsibiketsa mo go botlhoko. Jesu a kgalemela mowa o o maswe, a fodisa ngwana, a ba o mo neela rraagwe. Botlhe ba gakgamadiwa ke tlotlomalo e kgolo ya Modimo. Ya re ba sa ntse ba gakgametse botlhe ka ga dilo tsotlhe tse Jesu o di dirileng, a raya barutwa ba gagwe a re:

Luke 10:17-20

Ba ba 70 ba boa ka boitumelo, ba re: “Morena, mewa e e maswe le yone ya re utlwa ka leina la gago.” Mme a ba raya a re: “Ke bonye Satane a wa jaaka logadima kwa legodimong. Bonang, ke lo neile thata ya go gata dinoga le diphepheng, le mo nonofong yotlhe ya mmaba, ga go sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko ka gope. Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa itumelela moo gore mewa e a lo utlwa; lo itumelele gore maina a lona a kwadilwe kwa legodimong.”

Luke 11:14-20

Ya re motlha mongwe a bo a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula, mme ya bo e le e e dimumu. Ga dirala ya re mowa o o maswe o sena go tswa, motho yo o semumu a bua; mme batho ba gakgamala. Bangwe ba bone ba re: “O kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Beelesebube kgosana ya mewa e e maswe.” Ba bangwe ba mo raela, ba batla mo go ene sesupo se se tswang legodimong. Mme ene, ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a swafala; le lolwapa lo lo ikgaoganyang lo a thubega. E ka re fa Satane le ene a ikgaogantse, bogosi jwa gagwe bo tlaa ema jang? Gonne lo re: Ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Beelesebube. Mme fa ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Beelesebube, bomorwaa lona bone ba ba kgoromeletsa ntle ka mang? Ke gone bone ba tlaa nnang baatlhodi ba lona. Fa ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka monwana wa Modimo, e tlaa bo jalo bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona.

Luke 11:21-26

“E a re fa motho yo o thata, yo o tlhometseng dibolao, a disitse lolwapa lwa gagwe, dilo tsa gagwe di nna ka kagiso. Mme e tlaa re fa mongwe yo o thata bogolo go ene a mo tlhasela, a mo fenya, o tlaa mo tseela dibolao tsotlhe tsa gagwe tse o di ikantseng, a ba a aba dithoto tsa gagwe tse di gapilweng. “Yo o sa emang le nna, o tlhabana le nna; le ene yo o sa phutheng le nna o a falatsa. “Mowa o o maswe o a re o dule mo mothong, o tlo o ye o ralale dikaka o batla boikhutso; mme o re o sa bone bope, o itheye o re: ‘Ke tlaa boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yone.’ O re o fitlha, o fitlhele e feetswe, e baakantswe. Foo o ye o tseye mewa e sele e supa, e e bosula bogolo go one; mme e tsene e age teng; mme bokhutlo jwa motho yo, bo bife bogolo go ga ntlha.”

Luke 13:11

Bonang, ga bo go le motsadi mongwe yo o sa leng a tsenwa ke mowa wa seemera, ka dinyaga di le 18; mme a bo a hutaganye; a sa ka ke a ikinamolola ka gope.

Luke 13:16

Mosadi yo e le morwadia Aberahame, yo Satane o sa le a mo golega ka dinyaga di le 18, a ga a a tshwanelwa ke go gololwa mo kgoleng e, ka letsatsi la Sabata?”

Luke 22:3-4

Satane a tsena mo go Jutase yo o bidiwang Isekariote, e le mongwe wa ba ba 12. A ya a loganya le ditlhogo tsa baperesiti le dikgosana, ka fa o ka mo ba neelang ka teng.

Luke 22:31-32

“Simone, Simone, bona, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a tle a lo fefere jaaka mabele; mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e se tlhaele; le wena o re o sena go sokologa, o tle o thatafatse bakaulengwe ba gago.”

John 8:44

Lo ba ga rraeno diabolo, le dithato tsa ga rraeno ke tsone tse lo ratang go di dira. Ene o sa le a nna mmolai le mo tshimologong, mme a se ka a ema mo boammaaruring, ka go ne go se na boammaaruri mo go ene. E re fa a bua maaka, o bua mo e leng ga gagwe, gonne ke moaki, le rra one maaka.

John 10:19-21

Ga ba ga tsoga kgaogano gape mo Bajuteng ka ntlha ya mafoko a. Bantsi ba bone ba re: “O na le mewa e e maswe, o a tsenwa, lo mo reeletsang?” Ba bangwe ba re: “Tse ga se dipolelo tsa yo o tsenyweng ke mewa e e maswe. A mewa e e maswe e ka foufolola matlho a difofu?”

John 13:2

Ya re ka lobaka lwa go jewa selalelo, diabolo a setse a tlhotlheleditse pelo ya ga Jutase Isekariote, morwa Simone, gore a mo oke,

John 13:26-27

Jesu a mo fetola a re: “Ke yo ke tlaa mo inelang thathana, ke e mo naya.” Jalo ya re a sena go ina thathana, a e naya Jutase morwa Simone Isekariote. Ya re morago ga thathana, Satane a tsena mo go ene. Foo Jesu a mo raya a re: “Se o se dirang o se dire ka bonako.”

Acts 5:3-4

Mme Petere a re: “Ananiase, ana Satane o tlaleditseng pelo ya gago gore o aketse Mowa o o Boitshepo, le go sadisa bontlhanngwe jwa madi a tshimo? A e rile e sa ntse e le teng, a e ne e ntse e se ya gago? Le e sena go rekisiwa, a e ne e ntse e se mo thateng ya gago? Go ntse jang ka o gakologetswe selo se mo pelong ya gago? Ga o a aketsa batho, o akeditse Modimo.”

Acts 5:16

Le gone ga phuthega bontsi jo bo tswang mo metseng e e mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetsi le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe; mme ba fodisiwa botlhe.

Acts 8:7

Gonne mewa e e maswe ya tswa mo bathong ba le bantsi ba ba nang nayo, e goa ka mantswe a magolo; le ba bantsi ba ba teteselang le ba ba golafetseng, ba fodisiwa.

Acts 10:38

ke raya Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, yo o ne a nna a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba patikwang ke diabolo; gonne Modimo o ne a na nae.

Acts 13:8-12

Elemase wa moloi – gonne leina la gagwe le kaya jalo fa le phuthololwa – a ganela nabo, a leka go faposa molaodisiwa mo tumelong. Mme Saule, yo o bileng a bidiwa Paulo, a tletse Mowa o o Boitshepo, a tsepega matlho mo go ene, a re: “Wena yo o tletseng boferefere jotlhe, le bolotsana jotlhe, wena ngwana wa diabolo, mmaba wa tshiamo yotlhe, a ga o nka a bakela go sokamisa ditsela tse di siameng tsa Morena? Jaana bona, seatla sa Morena se mo go wena, o tlaa foufala, o sa bone letsatsi ka lobaka.” Mme ka bonako ga wela mo go ene looto le lefifi; mme a nna a dikologadikologa, a batla mongwe yo o ka mo gogang ka letsogo. Foo, e rile molaodisiwa a bona se se dirilweng, a dumela, a gakgamaditswe ke thuto ya Morena.

Acts 16:16-19

Ga dirala e rile re ya kwa felong ga thapelelo, morweetsana mongwe yo o tsenyweng ke mowa wa too, a re kgatlhantsha, e le yo o bapalelang beng ba gagwe ka go bolela dilo tsa boitseanape. A sala Paulo le rona morago, a tlhomeletsa, a re: “Banna ba ke batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, ba ba lo bolelelang tsela ya poloko.” A nna a dira jalo ka malatsi a le mantsi. Mme Paulo ka a tshwenyega thata, a retologa, a raya mowa a re: “Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete, tswa mo go ene.” Mme wa tswa fela ka lobaka loo. E rile beng ba gagwe ba bona fa tsholofelo ya bone ya papadi e ile, ba tshwara Paulo le Silase, ba ba gogela kwa patlelong ya motse ya borekelo, fa pele ga balaodi.

Acts 19:11-12

Mme Modimo wa dira dikgakgamatso dingwe tse di feteletseng, ka diatla tsa ga Paulo, ga tsamaya ga isediwa balwetsi matsela, le fa e le dikhiba tse di amileng mmele wa gagwe, mme malwetsi a ba tlogela, le mewa e e maswe ya tswa.

Acts 19:13-16

Bapholethi bangwe ba Bajuta, ba ba reng ba ka ntsha mewa e e maswe, ba simolola go bitsa leina la Morena Jesu mo godimo ga ba ba nang le mewa e e maswe, ba re: “Ke a go laola ka Jesu yo Paulo o mo rerang.” Ga bo go le banna ba supa, e le bomorwa Sekefa, Mojuta le tlhogo mo baperesiting ba ba dirileng jalo. Mme mowa o o maswe wa ba fetola wa re: “Jesu ke a mo itse, le Paulo ke a mo itse; mme lona lo bomang?” Mme monna yo mowa o o maswe o mo go ene a ba tlolela, a ba betelela boo babedi, a ba fenya, mme ba tswa mo ntlong eo ba tshaba ba sa ikatega, ba bile ba le dintho.

Acts 19:19

Le ba le bantsi ba bone ba ba dirang ditiro tsa tseanyo, tse di forang, ba kgobokanya dikwalo tsa bone, ba di fisa ka molelo fa pele ga batho botlhe, mme ba bala madi a tsone, ba fitlhela a le diponto di le 5 000.

Acts 26:17-18

ke go golola mo bathong, le mo go Baditšhaba, ba ke go romang kwa go bone. O ya go ba budulola matlho, gore ba tswe mo lefifing, ba sokologele mo leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba sokologele mo Modimong, gore ba bone boitshwarelo jwa dibe, le boswa mo go ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’

Romans 8:38-39

Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

Romans 11:4

Mme phetolo ya Modimo e mo reile ya reng? Ya re: “Ke itshadiseditse banna ba le 7 000, ba ba sa khubamelang Baale.”

Romans 16:20

Modimo wa kagiso o tlaa akofa o tapetela Satane fa tlase ga dinao tsa lona.

1 Corinthians 5:5

yo o ntseng jalo, lo mo neele Satane, gore go senngwe nama, gore mowa o bolokwe mo tsatsing la Morena Jesu.

1 Corinthians 7:5

Lo se ka lwa ikgogonelana, fa e se ka go dumalana ka sebaka, gore lo tle lo ineele mo thapelong, lo itse go ba lo kopana gape, gore Satane a se bone kgoro ya go lo raela ka go retelelwa ga lona ke go itshoka.

1 Corinthians 10:20-22

Ka re, dilo tse Baditšhaba ba di isang ditlhabelo ba di isetsa badimo, e seng Modimo. Ga ke rate lwa bo lo na le kabalano le badimo. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena, le senwelo sa badimo; ga lo ka ke lwa jela mo lomating lwa Morena, le mo lomating lwa badimo. Kgotsa a ke go re, re fufanya Morena? A re thata bogolo go ene?

2 Corinthians 2:11

gore Satane a se bone phenyo epe mo go rona; gonne ga re mo lefifing ka ga maano a gagwe.

2 Corinthians 4:3-4

Le gale fa Mafoko a a Molemo a rona a siregile, a siregetse bone ba ba swang; mo go ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumelang, gore lesedi la Mafoko a a Molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela.

2 Corinthians 6:15

Keresete o na le kutlwano efe le Beliale? Kgotsa yo o dumelang o na le kabelo efe le yo o sa dumeleng?

2 Corinthians 10:4-5

gonne dibolao tsa ntwa ya rona ga se tsa nama, di nonofile fa pele ga Modimo go diga dikago tsa phemelo tse di thata. Re diga ditlhatlhanyo, le sengwe le sengwe se se tsholetsegileng, se se ikgoleletsang go thiba kitso ya Modimo; re rapela megopolo yotlhe mo kgolegong ya go utlwa Keresete;

2 Corinthians 11:3

Ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, jaaka noga e tsieditse Efa ka boferefere jwa yone, pelo tsa lona tsa senyega jalo, tsa kgaogana le tshiamo le boitsheko jo bo ntlheng ya ga Keresete.

2 Corinthians 11:13-15

Gonne batho ba ba ntseng jalo, ke baaposetole ba e seng bone, ke badiri ba ba tsietsang, ba ba itshwantshang le baaposetole ba ga Keresete fela. Ga se mo go ka gakgamalelwang, gonne Satane le ene o tle a itshwantshe le moengele wa lesedi. Ke gone, e be e se selo se segolo fa batlhanka ba gagwe le bone ba ka itshwantsha le batlhanka ba tshiamo; ba bokhutlo jwa bone bo tlaa nnang ka fa ditirong tsa bone.

2 Corinthians 12:7

E rile ka ntlha ya bogolo jo bo feteletseng jwa ditshenolo, gore ke se ka ka ikgodisa bobe, ka tsenngwa mutlwa mo nameng ya me, e le morongwa wa ga Satane go ntlhabaka, gore ke se ka ka ikgodisa bobe.

Ephesians 1:21

Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi, le maina otlhe a a rewang, e seng mo fatsheng leno losi, e leng le mo go le le tlang,

Ephesians 2:2

tse e rileng gale lwa sepela mo go tsone ka fa mokgweng wa lefatshe leno, ka fa taolong ya kgosana ya thata ya loapi, ya mowa o gompieno o dirang mo baneng ba ba kgopo.

Ephesians 3:10

e le gore, jaanong botlhaletlhale jo bontsi jwa Modimo bo tle bo itsisiwe magosana le bathata mo mannong a selegodimo ka phuthego.

Ephesians 4:26-27

Lo nne bogale, mme lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale; le gone lo se ka lwa naya diabolo sebaka.

Ephesians 6:11-13

Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo, gore lo tle lo itse go ganela le maano a boferefere a diabolo. Gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo. Ke gone, lo tseyeng dibolao tsotlhe tsa Modimo, gore lo itse go ema mo motlheng wa bosula, le gore, lo sena go dira gotlhe, lo bo lo ntse lo eme.

Ephesians 6:16

Le mo godimo ga tsotlhe lo bo lo tseye thebe ya tumelo e e leng yone lo tlaa itseng go tima metswi yotlhe e e molelo ya yo o bosula ka yone.

Colossians 2:15

Mme o rile a sena go itlhotlhora magosana le bathati, a ba supa mo ponatshegong, a ba jela koma mo go one mokgoro.

1 Thessalonians 2:18

Ka re ratile re ka bo re ile koo go lona, e bong nna Paulo, gangwe le gape; mme Satane a re kgoreletsa.

2 Thessalonians 2:3-10

Ope motho a se ka a lo fora ka mokgwa ope; gonne ga go ketla go dirafala, fa tenego e sa tle pele, le fa monna wa boleo a sa senolwe, yo e leng morwa tatlhego. E bong yo o ikgantshang, a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwang modimo, kgotsa mo go obamelwang; a ba a tle a dule mo tempeleng ya Modimo, a ikaye gore ke ene Modimo. A ga lo gakologelwe fa e rile ke sa ntse ke na le lona, ka lo bolelela dilo tse? Jaanong lo a itse se se kganetseng, gore a tle a senolwe mo motlheng o e leng wa gagwe. Gonne bosaitsiweng jwa boikepo bo setse bo dira; go na le mongwe yo o kganetseng gompieno, go tsamaya a tlosiwa. Foo moikepi o tlaa senolwa, yo Morena Jesu o tlaa mmolayang ka mowa wa molomo wa gagwe, a mo nyeletsa ka ponatshego ya go tla ga gagwe. E bong ene yo go tla ga gagwe go leng ka fa go direng ga Satane ka thata yotlhe le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso tsa maaka, le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba nyelelang; ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaruri, gore ba bolokwe.

2 Thessalonians 3:3

Morena o boikanngo, yo o tlaa lo tlhomamisang, a ba a lo dibela mo go yo o bosula.

1 Timothy 1:20

ba Humenaio le Alekesantere e leng ba bone; ba ke ne ke ba neela Satane, gore ba rutwe go lesa go tlhapatsa Modimo.

1 Timothy 3:6-7

A se moša, e se re gongwe a ikgogomosa mme a wela mo tshekisong ya diabolo. Gape o tshwanetse go bolelwa ka molemo ke ba ba kwa ntle; e se re kgotsa a wela mo kgobong le mo serung sa diabolo.

1 Timothy 4:1

Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo.

1 Timothy 5:15

gonne le jaana bangwe ba setse ba fapogile ba ile le Satane.

2 Timothy 1:7

Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa bogatlapa, fa e se wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng fela.

2 Timothy 2:26

Ba itse go itshomola mo serung sa diabolo, ka ba gapetswe go rata ga Modimo ke motlhanka wa Morena.

Hebrews 2:14

E re ka bana ba tlhakanetse nama le madi, le ene ka esi a itlhakanya natso jalo; gore e tle e re ka loso a nyeletse ene yo o ne a na le nonofo ya loso, e bong diabolo;

James 2:19

O a dumela fa Modimo o le mongwe fela; o dira sentle; mewa e e maswe le yone e a dumela, mme e tsitsibane fela e rorome.

James 3:14-15

Mme fa lo na le lefufa le le galakang, le kgang mo pelong tsa lona, lo se ka lwa ipelafatsa, lo se ka lwa aketsa boammaaruri. Botlhale jo, ga se jo bo fologang kwa godimo, ke jwa selefatshe, jwa senama, jwa mewa e e maswe.

James 4:7

Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba.

1 Peter 5:8

Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.

2 Peter 2:4

Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele jale mo lobakeng lo ba leofileng ka lone, mme wa ba latlhela mo moleteng, wa ba tswalela mo meleteng e e lefifi, go tla ba letisiwa motlha wa tshekiso;

1 John 2:18-22

Banyana, ke nako ya bofelo; jaaka lo kile lwa utlwa fa moganetsa Keresete a tla, le gompieno go setse go tsogile baganetsa Keresete ba le bantsi; re itse ka gone fa e le nako ya bofelo. Ba dule mo go rona, mme ya bo e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa ntse ba na le rona; mme ba tswa, gore ba tle ba bonatshiwe ka fa ba seng ba rona botlhe ka teng. Mme lo na le tlotso e e tswang mo Moitsheping, mme lo itse dilo tsotlhe. Ga ke a lo kwalela ka gobo lo sa itse boammaaruri, mme e le ka gobo lo bo itse, le ka gobo boammaaruri ga bo na maaka. Moaki e mang fa e se yo o latolang go re Jesu ga se Keresete? Ke ene moganetsa Keresete, e bong ene yo o itatolang Rara le Morwawe.

1 John 3:8-10

Yo o dirang boleo ke oo rra diabolo; gonne diabolo o sa le a leofa le mo tshimologong. Morwa Modimo o bonatsheditswe moo, gore a senye ditiro tsa diabolo. Yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo bope, ka peo ya one e nnela ruri mo go ene, mme ga a ka ke a leofa, ka a tsetswe ke Modimo. Bana ba Modimo ba farologanyesega ka mokgwa o le bana ba diabolo; yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng mogagabo.

1 John 4:1

Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng.

1 John 4:2-3

Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo. Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu, ga se wa Modimo; o ke one mowa wa moganetsa Keresete, o lo o utlwetseng fa o tla; jaanong o setse o le mo lefatsheng.

1 John 5:19

Re a itse fa re le ba Modimo, mme lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.

2 John 1:7-11

Gonne batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, e bong bone ba ba sa ipoleleng fa Jesu Keresete a tsile mo nameng. Motsietsi ke ene yoo, le moganetsa Keresete. Lo ipone, gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re di dirileng, fa e se gore lo tle lo amogele tuelo e e tletseng. Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

Jude 1:6

Le baengele ba ba se kang ba tshegetsa boemo jwa bone, mme ba tlogela jo e leng bonno jwa bone, o ba letisitse letsatsi le legolo la tsheko, ba le mo dikgolegong tse di sa hunololweng ka bosakhutleng, ba le kwa tlase ga lefifi.

Jude 1:9

Mikaele moengele yo mogolo, o rile a ganela le diabolo, a tatalalana nae ka ga mmele wa ga Moše, a boifa go mo sekisa ka go mo gobolola, mme a bua a re: “A Morena a go kgalemele.”

Revelation 2:9-10

Ke a e itse pitlagano ya gago, le khumanego ya gago – mme o humile – ke a go itse go tlhapatsa ga ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, e le ba phuthego nngwe ya ga Satane. O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o boga botlhoko jwa tsone. Bonang, diabolo o tloga a latlhela bangwe ba lona mo ntlong ya kgolegelo, gore lo lekwe; mme lo tlaa bona pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanngo fela le go ya kwa losong, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo.

Revelation 2:13

Ke a go itse kwa o agileng teng, e bong kwa setulo sa ga Satane sa bogosi se leng teng; mme o ntse o ngaparetse leina la me, wa se ka wa itatola tumelo ya me, le mo motlheng wa ga Antipase mosupi wa me, moikanngwi wa me, yo o bolaetsweng mo go lona, fa Satane o agileng teng.

Revelation 2:24

“ ‘Mme ke raya lona, e bong lona ba lo setseng mo Thiatira, e le ba lo kwa ntle ga thuto e, lo sa itse dilo tse di boteng tsa ga Satane, jaaka di tle di bidiwe jalo; ka re, ga ke lo beye morwalo ope o sele.

Revelation 3:9

Bona, ke tlisa bangwe ba phuthego ya ga Satane, bone ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, ba aka. Bona, ke tlaa dira gore ba tle ba obamele fa naong tsa gago, le gore ba itse fa ke go ratile.

Revelation 9:1-11

Moengele wa botlhano a letsa, mme ka bona naledi e wetse fa fatshe e tswa legodimong; mme a newa sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso. Mme a bula molete o o se nang bolekeletso; mme ga tlhatloga mosi mo moleteng, o etsa mosi wa leubelo le letona, letsatsi la fifala le loapi, ka ntlha ya mosi wa molete. Ya re mo mosing ga tswela tsie mo lefatsheng; ya newa thata, jaaka diphepheng tsa lefatshe di na le thata. Mme ya rewa ga twe, e se ka ya tlhokofatsa bojang jwa lefatshe, le fa e le sepe se setala, le fa e le setlhare sepe, fa e se batho ba ba se nang lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone ba le bosi fela. Ya laiwa gore e se ka ya ba bolaya, e le gore ba utlwisiwe botlhoko ka dikgwedi di le tlhano; mme botlhoko jwa yone tsie jwa bo bo ntse jaaka botlhoko jwa phepheng fa e tlhaba motho. Mo metlheng eo batho ba tlaa senka loso, mme ba se ketla ba lo bona gope; ba tlaa eletsa go swa, mme loso lo ba tshabe. Popego ya tsie ya bo e tshwana jaaka ya dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa; mo tlhogong tsa yone ga bo go le jaaka e kete dirwalo tse di tshwanang le gouta, sefatlhogo sa yone sa bo se ntse jaaka e kete sefatlhogo sa motho. Ya bo e na le moriri o o ntseng jaaka moriri wa basadi, meno a yone a ntse jaaka meno a ditau. Ya bo e na le diiphemelo sehubeng, e kete dimatla tsa tshipi, mme mosumo wa diphuka tsa yone wa bo o etsa modumo wa dikara, le wa dipitse di le dintsi fa di sianela mo ntweng. E na le megatla e e ntseng jaaka ya diphepheng, le dipolela; mme thata ya go utlwisa batho botlhoko ka dikgwedi di le tlhano e mo megatleng ya yone. Kgosi ya yone e e e laolang ke moengele wa molete o o se nang bolekeletso; leina la yone ka Sehebere ke Abatone, mo puong ya Segerika o na le leina ga twe, Apolione.

Revelation 9:20

Mme ba ba setseng ba losika lwa batho, ba ba se kang ba bolawa ke dipetso tse, ga ba a ka ba ikwatlhaela ditiro tsa diatla tsa bone, le fa e le go khutla go obamela badimo le medimo ya disetwa ya gouta, le ya selefera, le ya kgotlho, le ya lentswe, le ya logong; e le dilo tse di sa ka keng tsa bona, le fa e le go utlwa, le fa e le go tsamaya:

Revelation 11:7

E tlaa re ba sena go wetsa tshupo ya bone, sebatana se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekeletso, se tlaa ba tlhasela, se ba fenya, se ba bolaya.

Revelation 12:3-4

Mme ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong; bonang, ga bo go le kgogela e kgolo e le khibidu, e na le ditlhogo di supa, le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di supa. Mogatla wa yone, wa bo o goga ntlha ya seraro ya dinaledi tsa legodimo, mme ya di latlhela kwa lefatsheng. Kgogela ya ema fa pele ga mosadi yo o tlaa tlogang a belega, gore e tle e re a sena go belega, e be e je ngwana wa gagwe.

Revelation 12:7-12

Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone; mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong. Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo. Ka utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Gompieno go tsile poloka, le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa one; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motshegare le bosigo, o piriganyeditswe kwa tlase. Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong. Ke gone a lo ke lo itumeleng, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go one. A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.”

Revelation 12:13-17

E rile kgogela e lemoga fa e latlhetswe kwa tlase kwa lefatsheng, ya bogisa mosadi yo o belegang ngwana wa mosimane. Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi yo motona, gore a fofele kwa nageng, kwa bonnong jwa gagwe, kwa o otlwang teng ka motlha, le metlha, le ntlha e nngwe ya motlha, a itshabisa sefatlhogo sa noga. Mme noga ya tšhabanya metsi ka legano sehularong sa mosadi, a nna jaaka noka; e le gore noka e tle e mo tseye. Lefatshe la thusa mosadi, lefatshe la atlhamologa, la metsa noka e kgogela e e tšhabantseng ka legano la yone. Kgogela ya nna bogale le mosadi, ya feta ya ya go tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe, ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu; mme ya ema fa mošaweng wa lewatle.

Revelation 13:1-10

Ka bona sebatana sengwe se tlhatloga mo lewatleng, se na le dinaka di le some le ditlhogo di supa, mo dinakeng tsa sone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di le some, mo ditlhogong tsa sone ga bo go le maina a tlhapatso. Sebatana se ke se bonyeng sa bo se tshwana le nkwe, maroo a sone a bo a ntse jaaka maroo a bera, molomo wa sone o ntse jaaka molomo wa tau; mme kgogela ya se naya thata ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo. Ka bona tlhogo nngwe ya sone, e kete e kile ya rengwa ya swa; mme go rengwa ga yone ga loso ga bo go fodile; mme lefatshe lotlhe la gakgamalela sebatana se, la se sala morago; mme ba obamela kgogela, ka e neile sebatana taolo ya yone; ba obamela sebatana ba re: “Mang yo o tshwanang le sebatana? Mang yo o nonofileng go tlhabana le sone?” Mme sa newa molomo o o buang dilo tse dikgolo le ditlhapatso; sa newa taolo ya go tswelela pele ka dikgwedi di le 42. Mme sa tswa molomo sa tlhapatsa Modimo, sa tlhapatsa leina la one, le bonno jwa one, e bong bone ba ba ntseng mo legodimong. Sa newa go epela baitshepi dira, le go ba fenya; sa newa taolo mo lotsong longwe le longwe, le tšhaba, le puo, le morafe. Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa se obamela, e bong mongwe le mongwe yo leina la gagwe le se kang la kwalwa mo lokwalong lwa botshelo lwa Kwana, yo o sa leng ka a tlhajwa lefatshe le thaiwa. Fa motho le fa e le mang a na le tsebe, a a utlwe. Fa motho le fa e le mang a rata go isa ba bangwe botshwarong, ene o ya botshwarong; fa motho a rata go bolaya ka tšhaka, ene o na le go bolawa ka tšhaka. Mo ke gone mo go bonalang bopelotelele jwa baitshepi, le tumelo ya bone.

Revelation 13:11-18

Ka bona sebatana se sengwe se tlhatloga mo lefatsheng; sa bo se na le dinaka di le pedi jaaka kwana, sa bo se bua jaaka kgogela. Se dira ka taolo yotlhe ya sebatana sa pele mo ponong ya sone. Se patelela lefatshe le ba ba agileng mo go lone, gore ba obamele sebatana sa pele, se go rengwa ga sone ga loso go ne go fodile. Se dira ditshupo tse dikgolo, se be se tle se folose molelo kwa legodimong, o tle mo lefatsheng mo ponong ya batho. Se tsietsa ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya ditshupo tse se neilweng thata ya go di dira mo ponong ya sebatana; se reye ba ba agileng mo lefatsheng se re, ba direle sebatana setshwantsho, e bong sone se se nang le lobadi lwa tšhaka, mme se tshedile. Sa newa thata ya go se tsenya mowa, e bong setshwantsho sa sebatana, gore se bue, se be se dire gore botlhe ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebatana ba bolawe. Mme se patelele botlhe, bannye le bagolo, bahumi le bahumanegi, ba e leng bana ba motse le batlhanka, gore ba bewe lotshwao mo seatleng se segolo, kgotsa mo phatleng; le gore go se nne motho ope yo o ka rekang le fa e le go bapatsa, fa e se yo o nang le lotshwao, e bong leina la sebatana, kgotsa palo ya leina la sone. Botlhale ke jo. Yo o nang le tlhaloganyo, a a bale palo ya sebatana; gonne ke palo ya motho: palo ya sone ke 666.

Revelation 14:9-11

Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bone, a bua ka lentswe le legolo a re: “Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a iteseletsa go tshwaiwa mo phatleng, kgotsa mo seatleng, le ene o tlaa nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana. Mme mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae; ga ba na tapologo motshegare le bosigo, e bong bone ba ba obametseng sebatana le setshwantsho sa sone, le botlhe ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa leina la sone.”

Revelation 16:10

Wa botlhano a thela ga mogotšana wa gagwe mo setulong sa bogosi sa sebatana; mme bogosi jwa sone jwa fifala; mme ba itshotlha diteme ka botlhoko.

Revelation 16:13-14

Mme ka bona fa go tswa mo ganong la kgogela, le mo ganong la sebatana, le mo ganong la moperofeti yo e seng ene, mewa e e maswe e le meraro, e kete digwagwa: Gonne ke mewa e e maswe dirang ditshupo; e e tswelang kwa dikgosing tsa lefatshe lotlhe, e ya go di phuthela kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.

Revelation 17:1-7

Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba tshotseng megotšana e supa, a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go supetsa tshekiso ya seaka se segolo se se dutseng mo metsing a mantsi; se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba ne ba tagisiwa ke bojalwa jwa kgokafalo ya sone.” Mme a ntsaya a nkisa kwa gare ga naga ke le mo moweng; ka ya ka bona mosadi a pagame sebatana sengwe se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo, se bile se tletse maina a tlhapatso, se le ditlhogo di supa le dinaka di le some. Mosadi a bo a apere bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, a kgabisitswe ka gouta le majana a a tlhokegang le diperela, a tshotse mo seatleng senwelo sa gouta se se tletseng tse di makgapha, e bong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe. Mo phatleng ya gagwe ga bo go kwadilwe leina go twe: “Boteng, Babilone o mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lefatshe.” Ka bona mosadi fa a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a basupi ba ga Jesu. Mme ya re ke mmona ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo. Moengele a nthaya a re: “O ne o gakgamalelang? Ke tlaa go bolelela boteng jwa mosadi yo, le jwa sebatana se o se pagameng, se se ditlhogo di supa le dinaka di some.

Revelation 17:8-13

Sebatana se o se bonyeng se ne se leyo, mme ga se tlhole se leyo; se tloga se tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekeletso, se ya tatlhegong. Ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa gakgamala, e bong bone ba e sa leng ka lefatshe le thaiwa, maina a bone a se kang a kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, ba tlaa gakgamala mogang ba bonang sebatana, ka fa se ne se le yo ka teng, se se tlhole se le yo, e bile se tloga se tla. “Mogopolo o o nang le botlhale ke one o. Ditlhogo di supa ke dithaba di supa tse mosadi o dutseng mo go tsone; e bile ke dikgosi di supa; tse tlhano di setse di ole, e nngwe e sa le teng, e nngwe ga e ise e tle; mogang e tlang, e na le go nna ka lobakanyana. Le sebatana se se neng se le yo, le sone ka sosi ke kgosi nngwe ya 8, ke yoo rra tsone tse supa; e ya tatlhegong. “Dinaka tse some tse o di bonyeng, ke dikgosi di le some, tse gompieno di iseng di amogele bogosi bope; di amogela taolo jaaka dikgosi, di pataganye le sebatana ka nako e le nngwe fela. Dikgosi tse, di maikutlo a le mangwe fela, di naya sebatana thata ya tsone le taolo.

Revelation 17:14-18

Tse, di tlaa tlhabana le Kwana, mme Kwana o tlaa di fenya, gonne ke ene Morena wa barena, le Kgosi ya dikgosi; le bone ba o nang nabo, ba tlaa fenya e le ba ba biditsweng, ba itshenketswe, ba boikanngo.” Mme a nthaya a re: “Metsi a o a bonyeng kwa seaka se dutseng teng, ke ditšhaba, le boidiidi jwa batho, le merafe, le dipuo. Mme dinaka tse some tse o di bonyeng, le sone sebatana, di tlaa ila seaka seo, di tlaa se dira tshwafatso le bosaikatega, di tlaa ja nama ya sone, di se fisetsa ruri ka molelo. Gonne Modimo o gakolotse dipelo tsa tsone go tla di dira maikutlo a one, le gore di nne boikutlo bo le bongwe fela, di be di neye sebatana bogosi jwa tsone, go tle go tsamaye mafoko a Modimo a dirafale. “Mosadi yo o mmonyeng ke motse o mogolo, o o busang dikgosi tsa lefatshe.”

Revelation 18:2

Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re: “Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe le boitswalelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo jwa nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang.

Revelation 19:19-21

Ka bona sebatana, le dikgosi tsa lefatshe, le dintwa tsa tsone, di kokoanetse ene yo o pagameng pitse le ntwa ya gagwe, go tlhabana nae. Mme sebatana sa tshwarwa, se na le moperofeti yo e seng ene, yo o dirileng ditshupo mo ponong ya sone, tse o tsieditseng ka tsone ba ba tshwailweng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obamelang setshwantsho sa sone; mme ka bobedi jwa bone ba latlhelwa ba sa tshedile, mo bodibeng jwa molelo jo bo šang ka sulefura. Ba bangwe ba bolawa ka tšhaka ya yo o pagameng pitse, e bong ka tšhaka e e tswang mo ganong la gagwe; mme dinonyane tsotlhe tsa kgora nama ya bone.

Revelation 20:1-3

Ka bona moengele mongwe a fologa mo legodimong, mme ka seatla a tshotse sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso, le keetane e kgolo. Mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, e e leng Diabolo le Satane, a mo golega kgolego ya dinyaga di le sekete. A mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekeletso, mme a o tswala, a ba a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa merafe, go tsamaya dinyaga tse di sekete di feta pele; morago ga moo o tlaa bona go gololwa ka lobakanyana.

Revelation 20:7-9

E tlaa re dinyaga tse di sekete di sena go feta, Satane o tlaa gololwa mo ntlong ya kgolegelo ya gagwe. Mme o tlaa tswa a ya go tsietsa merafe e e mo dintlheng tsoo nne tsa lefatshe, Goge le Magoge, go ba phuthela kwa ntweng; ba palo ya bone e ntseng jaaka ya mošawa wa lewatle. Ba saila, ba ralala boatlhamo jwa lefatshe, ba dika botlhaolelo jwa baitshepi, le one motse o o rategang; mme molelo wa fologa mo legodimong, wa ba laila.

Revelation 20:10

Diabolo yo o ba tsieditseng a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le sulefura, kwa sebatana le moperofeti yo e seng ene le bone ba leng teng; mme ba tlaa tlhokofadiwa motshegare le bosigo, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net