28 – Baengele
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Baengele.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Baengele.
Moengele wa ga Jehofa o thibelela mo ntlheng tsotlhe tsa ba ba mmoifang, mme o a ba golola.
”O kile wa bua ka ga ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “Dula ka fa letsogong la me le legolo, ke tle ke tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”? Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e rongwang mo tirong ka ntlha ya ba ba tlaa ruang poloko?
”Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”
”Jalo a lelekela motho kwa ntle; kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ga tshimo ya Etene a baya ditšheruba, le kgabo ya tšhaka e e tukang, e kgadikanela ntlheng tsotlhe, go thiba tsela e e yang setlhareng sa botshelo.
”Moengele a ba a mo raya a re: “Ke tlaa ntsifatsa losika lwa gago thatathata, lo ba lo tla lo retela go balwa ke bontsi.” Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “Bona, o moimana jaana, o tlaa bona ngwana wa mosimane; o tlaa raya ngwana leina o re: ‘Išemaele’, ka gobo Jehofa o utlwile patikego ya gago. “Ene o tlaa nna jaaka esela ya naga mo bathong; o tlaa lwantsha motho mongwe le mongwe; le motho mongwe le mongwe o tlaa mo lwantsha. O tlaa aga a lebaganye le bana botlhe ba ga rraagwe.”
”Jehofa a bonala kwa go ene fa maokeng a ga Mamere, a dutse mo mojakong wa mogope, go le mogote wa motshegare. A tsholetsa matlho a gagwe, a leba, mme bonang, ga bo go eme banna ba le bararo ba lebaganye nae. O rile a ba bona a tloga mo mojakong wa mogope, a siana a ya go ba kgatlhantsha, a ikobela fa fatshe a re:
”Banna ba ba ka fa mojakong wa ntlo ba ba foufatsa, bannye le bagolo; jalo ba itapisa fela ka gore ba senka mojako. Banna bao ba raya Lote ba re: “Fa o sa na le bangwe gape mono, bagwe ba gago le bomorwao, le bomorwadio, le mongwe fela yo o nang nao mo motseng, o ba ntshe felong fa; gonne re tlaa senya felo fa, ka gobo selelo ka ga bone se diregile sekgobo fa pele ga Jehofa; jalo Jehofa o re romile gore re senye Sotoma.” Lote a tswela kwa ntle, a ya go bua le bagwe ba gagwe ba ba neng ba tlaa tsaya bomorwadie a re: “Nanogang lo tswe felong fa, gonne Jehofa o tlaa senya motse o.” Mme mo go bagwe ba gagwe ya ne ekete ke motho yo o sotlang. E rile bosigo bo anoga, foo baengele ba akofisa Lote ba re: “Nanoga, o tseye mosadi wa gago le bomorwadio ba babedi, ba ba fano; o ka tla wa nyelediwa mo tshiamologong ya motse.”
”mme moengele wa ga Jehofa a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aberahame, Aberahame!” A re: “Ke fano.” A re: “O se ka wa baya mosimane seatla sa gago, le gone o se ka wa mo dira sepe; ka jaanong ke a itse fa o boifa Modimo, ka e le fa o se ka wa gana ka morwao yo o esi, fa ke mo tsaya.”
”Moengele wa ga Jehofa a bitsa Aberahame lwa bobedi a le kwa legodimong a re: “Ke ikanne ka nna ka nosi, go bua Jehofa, ka o dirile selo se, wa se ka wa gana ka morwao yo o esi, ke tlaa go segofatsa, ke ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa legodimo, le jaaka mošawa o o mo dintshing tsa lewatle. Losika lwa gago lo tlaa rua kgoro ya metse ya baba ba lona. Merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala mo losikeng lwa gago, ka o utlwile lentswe la me.”
”A lora, mme bonang, ga bo go tlhomilwe sepalamo fa fatshe, setlhoa sa sone se fitlha kwa legodimong; mme bonang; ga bo go tlhatloga go bo go fologa baengele ba Modimo ka sone.
”Moengele wa Modimo o ntheile mo torong a re: ‘Jakobe!’ mme ka re: ‘Ke fano.’
”Jakobe a tswelela mo tseleng ya gagwe, baengele ba Modimo ba rakana nae. E rile Jakobe a ba bona a re: “Le ke lesomo la Modimo.” A raya felo foo leina a re Mahanaime.
”Moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene a le mo kgabong ya molelo o o tukang mo gare ga setlhare; a leba, mme bona, setlhare sa bo se tuka molelo, mme sa bo se sa še. Moše a re: “Ke tlaa fapoga ke ya go leba pono e kgolo e, ka fa setlhare se se sa šeng ka gone.”
”Moengele wa Modimo yo o ntseng a eteletse khuduga ya Iseraele pele, a huduga a ya a ba pota ka kwa morago; le mosipuri wa leru wa huduga fa pele ga bone, wa ema fa morago ga bone. Wa nna fa gare ga khuduga ya Egepeto le khuduga ya Iseraele; go bo go le leru le lefifi, le fa go ntshe jalo la sedifatsa mo bosigong; mme khuduga e nngwe ga e a ka ya atamela e nngwe bosigo jotlhe.
”“Bona, ke roma moengele fa pele ga gago, go go dibela mo tseleng, le go go fitlhisa mo felong fa ke go baakantseng.
”Gonne moengele wa me o tlaa tsamaya fa pele ga gago, a ya go go fitlhisa mo go Moamore, le Mohite, le Moperise, le Mokanana, le Mohife, le Mojebuse; mme ke tlaa ba kgaola ke ba tlosa.
”O dire ditšheruba di le pedi ka gouta; o di dire ka gouta e e papetlilweng ka noto, di nne mo dintlheng tsoo pedi tsa senno sa boutlwelo botlhoko. O dire gore tšheruba e nne kwa ntlheng nngwe, le tšheruba e nne kwa ntlheng e nngwe; o dire senno sa boutlwelo botlhoko le ditšheruba tse di mo ntlheng tsoo pedi tsa sone gore e nne gouta nngwe fela e sa kgaogana. Ditšheruba di tsharololele diphuka tsa tsone kwa godimo, di khurumetse senno sa boutlwelo botlhoko ka diphuka tsa tsone di lebanye difatlhogo; difatlhogo tsa ditšheruba di lebe senno sa boutlwelo botlhoko. Senno sa boutlwelo botlhoko se nne mo godimo ga letlole; mo teng ga letlole o tlaa tsenya tshupo e ke tlaa e go nayang. Ke tlaa rakanela nao gone, ke le mo godimo ga senno sa boutlwelo botlhoko, ke le fa gare ga ditšheruba tse pedi tse di mo godimo ga letlole la tshupo, ke tlaa bua nao ka ga dilo tsotlhe tse ke tlaa di go neelang go di laolela bana ba Iseraele.”
”Jaanong tsamaya, o gogele batho ba me kwa ke buileng nao ka ga gone; bona, moengele wa me o tlaa go etelela pele; e tlaa re mo tsatsing le ke lekolang ka lone, ke tlaa ba betsa ka boleo jwa bone.”
”Ke tlaa roma moengele wa me fa pele ga gago; ke tlaa leleka Mokanana, le Moamore, le Mohite, le Moperise, le Mohife, le Mojebuse:
”E rile Moše a ya mo mogopeng wa bophuthegelo a ya go bua nae, foo a utlwa Lentswe le bua nae le tswa fa godimo ga senno sa boutlwelobotlhoko se se mo godimo ga letlole la tshupo, le tswa mo gare ga ditšheruba tse pedi, mme a bua nae.
”e rile re goela kwa go Jehofa a utlwa lentswe la rona, a roma moengele a re ntsha mo Egepeto; bona, re mo Kateše motse o o kwano bokhutlong jwa molelwane wa gago.
”Bogale jwa Modimo jwa tuka ka a tsamaile; moengele wa ga Jehofa a ikemisa mo tseleng go nna moganetsi wa gagwe. A bo a palame esela ya gagwe, le batlhanka ba gagwe ba le babedi a bile a na nabo. Esela ya bona moengele wa ga Jehofa a eme mo tseleng, a tshotse tšhaka a e ekile; esela ya fapoga tsela ya tsena mo lotlhagareng; mme Balaame a ubula esela go e busetsa mo tseleng. Foo moengele wa ga Jehofa a ema mo tseleng e e khuti fa gare ga masimo a mafine, go le logora ka fa ntlheng nngwe, le logora ka fa ntlheng e nngwe. Esela ya bona moengele wa ga Jehofa, ya ipatikela mo lorakong, ya utlwisa lonao lwa ga Balaame botlhoko ka lorako; mme a e ubula gape. Moengele wa ga Jehofa a ya fa pele, a fitlha a ema fa go pitlaganyeng, fa go se nang fa go ka fapogelwang gone ka fa ntlheng ya le legolo kgotsa ya la molema. Esela ya bona moengele wa ga Jehofa, mme ya robala Balaame a e palame, mme bogale jwa ga Balaame jwa tuka, a ubula esela ka thobane ya gagwe. Jehofa a tumolola molomo wa esela, ya raya Balaame ya re: “Ke go diretseng fa e bo ne ne o nkubutse gararo jaana?” Balaame a raya esela a re: “Ke ka gonne o ntshotlile, ke rata ke bo ke tshotse tšhaka, gonne jaana nkabo ke go bolaile.” Esela ya raya Balaame, ya re: “A ga ke esela ya gago e o ntseng o mpalama ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago, nako e sa ntse e le eno? A ke tlwaetse go go direla jaana?” Mme a re: “Nnya.”
”Foo Jehofa a budulola matlho a ga Balaame, mme a bona moengele wa ga Jehofa a eme mo tseleng, a tshotse tšhaka a e ekile; a ikoba tlhogo, a wela fa fatshe. Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “Ana o ubutse esela ya gago gararo jaana ka ntlha yang? Bona ke tswetse kwano go nna moganetsi, gonne tsela ya gago e kgopo fa pele ga me. Esela ya re e mpona ya fapoga gararo fa pele ga me; fa e ka bo e se ka ya mphapoga, ruri nka bo ne ne fano ke bolaile wena, ka rekegela yone.” Balaame a raya moengele wa ga Jehofa a re: “Ke leofile, gonne ga ke a ka ka itse fa o eme mo tseleng go nkganela, jaana ka re fa go sa go itumedise, ke tlaa boela kwa morago kwa gae.” Moengele wa ga Jehofa a raya Balaame a re: “Ya le banna bao; lefoko le ke tlaa le buang nao ke lone losi le o tlaa le buang.” Balaame a ya le dikgosana tsa ga Balake.
”Ga dirala ya re Jošua a le fa Jeriko, a tsholetsa matlho a gagwe a leba, mme a fitlhela go eme monna mongwe a lebaganye nae, a tshotse tšhaka ya gagwe e ekilwe ka seatla; mme Jošua a ya kwa go ene, a mo raya, a re: “A o ntlheng ya rona, kgotsa a ntlheng ya baba ba rona?” A re: “Nnyaa; mme ke tsile ke le kgosana ya ntwa ya ga Jehofa.” Jošua a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a mo obamela, a mo raya, a re: “Morena wa me o raya motlhanka wa gagwe a reng?” Kgosana ya ntwwa ya ga Jehofa ya raya Jošua, ya re: “Rola setlhako sa gago; gonne felo fa o emeng gone go boitshepo.” Jošua a dira jalo.
”Mme ga dirala ya re moengele a bua mafoko a le bana botlhe ba Iseraele, batho ba tsholetsa lentswe la bone ba lela.
”Ba tlhabana ba le legodimong, dinaledi mo ditseleng tsa tsone tsa tlhabana le Sisera.
”Moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene a mo raya a re: “Jehofa o na nao wena senatla se se pelokgale.”
”Foo moengele wa ga Jehofa a ntsha thobane e o e tshotseng, a ama nama le dinkgwenyana tse di sa bedisiwang ka ntlha ya yona, mme ga tswa molelo mo letlapeng, wa nyeletsa nama le dinkgwenyana tse di sa bedisiwang; mme moengele wa ga Jehofa a tsamaya a tswa mo ponong ya gagwe. Giteone a lemoga fa e ne e le moengele wa ga Jehofa; Giteone a re: “Ija, Morena Modimo! Gonne ke bonye moengele wa ga Jehofa re lebanye ka difatlhogo.”
”Foo mosadi a fitlha a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna mongwe wa Modimo o ne a tla kwa go nna, sefatlhogo sa gagwe se tshwana le sefatlhogo sa moengele wa Modimo, se boitshega thata; ga ke a ka ka mmotsa kwa o tswang gone, le gone ga a ka a mpolelela leina la gagwe;
”Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “O boletsang leina la me, e tswa e le le le gakgamatsang?” Jalo Manoa a tsaya potsane le tshupelo ya boupe, a isetsa Jehofa ka tsone mo letlapeng; mme moengele a dira mo go gakgamatsang, Manoa le mogatse ba lebile. Gonne ga dirala, ya re kgabo ya molelo e tlhatlogela legodimong e tswa mo letlapeng, moengele wa ga Jehofa a tlhatloga a le mo kgabong ya sebeso; Manoa le mogatse ba bo ba lebile; mme ba wela ka difatlhogo fa fatshe.
”Jehofa a tsosetsa Iseraele kgogodi, go simolola mo mosong go ya fela mo lobakeng lo lo tlhomilweng; mme go tswa Dane go ya Beerešeba ga a swa banna ba le 70 000. Ya re moengele a otlololela Jerusalema letsogo la gagwe go o senya, Jehofa a ikwatlhaela bosula joo, a raya moengele yo o senyang batho a re: “Go lekanye; gona letsogo la gago.” Moengele wa ga Jehofa a bo a le fa seboping sa pholelo sa ga Arauna wa Mojebuse. Ya re Dafite a bona moengele yo o gailang batho, a bua le Jehofa a re: “Bona, ke leofile, ke dirile ka bokgopo; mme dinku tse, tsone di dirile eng? Ke a go rapela, a letsogo la gago le ke le nne mo go nna fela, le mo ntlong ya ga rre.”
”A rapama a thulamela fa tlase ga setlhare sa mosu; mme bonang, moengele mongwe a mo tobetsa ka monwana, a mo raya a re: “Tsoga o je.” A leba, mme bonang, fa tlhogong ya gagwe go le papetlana ya senkgwe se se besitsweng mo magaleng le kurwana ya metsi. A ja, a nwa, a itse go rapama gape. Moengele wa ga Jehofa a tla gape lwa bobedi, a mo tobetsa ka monwana a re: “Tsoga o je; gonne loeto lo logolo bobe mo go wena.” Mme a tsoga, a ja a nwa, ya re ka thata ya dijo tseo a tsamaya malatsi a a 40 le masigo a a 40, mme a fitlha kwa Horebe thaba ya Modimo.
”Mme a re: “Ke gone, wena, utlwa lefoko la ga Jehofa; ka bona Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme lesomosomo lotlhe la legodimo la bo le eme fa go ene ka fa tsogong le legolo, le ka fa go la molema.
”Moengele wa ga Jehofa a raya Elija a re: “Fologa nae; o se ka wa boifa.” Mme a nanoga, a fologela nae kwa kgosing.
”Ga dirala, ya re ba ntse ba tswelela pele, ba ntse ba bua, bonang, ga bonala kara ya molelo, le dipitse tsa molelo, tsa ba kgaoganya boo babedi; mme Elija a tlhatlogela kwa legodimong ka sefefo. Eliša a go bona, mme a re: “Rra wee! Rra wee! Dikara tsa Iseraele le bapalami ba tsone.” Mme a se ka a tlhola a mmona; a tshwara diaparo tsa gagwe, a di gagoganya sebedi.
”Eliša a rapela a re: “Jehofa, ke a go rapela, budulola matlho a gagwe gore a bone.” Jehofa a budulola matlho a lekau; mme a leba, mme bonang, thaba ya bo e tletse dipitse le dikara tsa molelo tikologong ya ga Eliša.
”Hesekia a rapela fa pele ga Jehofa a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o dutseng gare ga botšheruba, ke wena Modimo, e bong wena wesi wa magosi otlhe a lefatshe; o dirile legodimo le lefatshe.
”Ga dirala, ya re bosigo joo, moengele wa ga Jehofa a tswa, a tsena bothibelelong jwa Baasiria, a gaila batho ba le 185 000; ya re batho ba phakela ka moso, bonang, ba bo ba le ditoto botlhe fela.
”Jalo Jehofa a tsosetsa Baiseraele kgogodi; mme ga wa banna ba Baiseraele ba le 70 000. Mme Modimo wa roma moengele kwa Jerusalema a ya go o senya; mme ya re a itlhoma gore o a o senya, Jehofa a leba, mme a ikwatlhaela bosula, a raya moengele yo o senyang a re: “Go lekanye; gona seatla sa gago jaanong.” Moengele wa ga Jehofa a bo a eme fa seboping sa pholelo sa ga Orenane wa Mojebuse. Dafite a tsholetsa matlho, a bona moengele wa ga Jehofa a eme fa gare ga lefatshe le legodimo a tshotse tšhaka e ekilwe mo letsogong la gagwe le otlololetswe Jerusalema. Foo Dafite le bagolwane ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba apere letsela la kgetsi.
”Gonne motlaagana wa ga Jehofa, o Moše o kileng a o dira mo nageng, le sebeso sa tshupelo e e fisiwang, di ne di le kwa felong fa go tlotlometseng kwa Gibeone ka lobaka loo. Mme Dafite o ne a sa kake a ya fa pele ga sone a ya go botsa mo Modimong; gonne a boifa ka ntlha ya tšhaka ya moengele wa ga Jehofa.
”Mo ntlong e e boitshepo jo bo itshepileng a dira ditšheruba di le pedi tsa tiro ya setshwantsho; a di manega gouta. Diphuka tsa ditšheruba di le boleele jwa dimetara di le 9; lofuka lwa tšheruba nngwe lo le dimetara di le 2,2, lo fitlha kwa lomoteng lwa ntlo; lofuka lo longwe le lone lo le dimetara di le 2,2, lo fitlha kwa lofukeng lwa tšheruba e nngwe.
”Gonne ditšheruba tsa bo di tsharolotse diphuka tsa tsone fa godimo ga felo ga letlole, mme ditšheruba tsa khurumetsa letlole le disikaro tsa lone.
”Kgosi Hesekia, le Isaia moperofeti morwa Amose, ba rapela ka ntlha ya moo, ba goela kwa legodimong. Jehofa a roma moengele, a kgaola diganka tsotlhe tse di pelokgale, le bagogi, le balaodi, mo bothibelelong jwa kgosi ya Asiria. Jalo kgosi ya boela kwa lefatsheng la ga yone ka ditlhong. E rile e fitlha mo ntlong ya modimo wa yone, bone ba ba duleng mo mmeleng wa gagwe tota, ba mmolaela gone ka tšhaka.
”“O Jehofa o le wesi; o dirile legodimo, legodimo la magodimo, le bontsi jotlhe jwa one, lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, mawatle le dilo tsotlhe tse di mo go one, o di bolokile tsotlhe fela; lesomosomo la legodimo le a go obamela.
”Jaana go ne go le letsatsi lengwe le bomorwa Modimo ba yang go iponatsa fa pele ga Jehofa ka lone, Satane le ene a ya nabo.
”Gape go le letsatsi lengwe le bomorwa Modimo ba yang go iponatsa fa pele ga Jehofa ka lone, Satane le ene a ya nabo, a ya go iponatsa fa pele ga Jehofa.
”Jale ka dinaledi tsa moso di opela mmogo le bomorwa Modimo botlhe ba thela lošalaba lwa boitumelo?
”kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola? Gonne o mo fokoditse boemo go le gonnye fela mo Modimong, wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo.
”Moengele wa ga Jehofa o thibelela mo ntlheng tsotlhe tsa ba ba mmoifang, mme o a ba golola.
”A ba nne jaaka mmoko mo phefong, e be e nne moengele wa ga Jehofa yo o ba kgopholang. A tsela ya bone e nne lefifi le borethe, e le moengele wa ga Jehofa yo o ba khukhelang. Gonne ba ntshubetse lotloa lwa bone mo lehuting ka bomo; ba epetse mowa wa me lemena ka bomo.
”Dikara tsa Modimo di le dikete di le masome mabedi, e bong dikete tse di tlhatlaganyeng le dikete; Morena o mo go tsone, jaaka mo Sinai, mo felong ga boitshepo.
”mme wa ba nesetsa mana go a ja, wa ba naya mabele a legodimo. Motho a ja bogobe jwa bathata; wa ba gorosetsa dijo tsa go kgorwa.
”Wa ba piriganyetsa go tuka ga bogale jwa one, tšhakgalo, le kgalefo le tlalelo, e le lesomo la barongwa ba bosula.
”Gonne o tlaa go laelela baengele ba gagwe, go tla ba go boloka mo ditsamaong tsotlhe tsa gago. Ba tlaa go legelela ka diatla tsa bone, gore e se re gongwe lonao lwa gago lwa tla lwa sugakanngwa ke lentswe.
”Jehofa o a busa; a ditšhaba di rorome; o ntse mo ditšherubeng; a lefatshe le tshikinyege.
”Bakang Jehofa lona baengele ba gagwe; lona dinatla mo nonofong, ba lo dirafatsang lefoko la gagwe, lo ntse lo reeditse lentswe la lefoko la gagwe. Bakang Jehofa lona masomosomo otlhe a gagwe; lona badiredi ba gagwe ba lo dirang go natefelwa ga gagwe.
”yo o dirang diphefo go nna barongwa ba gagwe; badiredi ba gagwe ke melelo e e tutumang;
”Mmakeng lona lotlhe baengele ba gagwe; mmakeng lona lotlhe masomosomo a gagwe.
”E rile ka ngwaga o Usia o suleng ka one, ka bona Morena a dutse mo setulong sa bogosi, se le kwa godimo, se tsholetsegile, mme meja ya dikobo tsa gagwe ya tlala ka tempele. Fa godimo ga gagwe ga bo go eme boserafe: mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; ka di le pedi a ipipa sefatlhogo, ka di le pedi a ipipa dinao, mme di le pedi a fofa ka tsone. Ba goalana ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Jehofa wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.” Metheo ya direpudi ya tsikinngwa ke lentswe la yo o goang, mme mosi wa tlala ka ntlo. Foo ka bua, ka re: “Ija! Nna wee! Gonne ke latlhegile; ka ke le motho yo ke dipounama di leswe, ke bile ke agile fa gare ga batho ba ba dipounama di leswe; gonne matlho a me a bonye Kgosi, Jehofa wa masomosomo.” Foo mongwe wa boserafe a fofela kwa go nna, a tshotse legala le le molelo ka seatla, le o le ogotseng ka lotlawa mo sebesong. A ama molomo wa me ka lone, a re: “Bona! Lone le, le amile dipounama tsa gago; boikepo jwa gago bo tlositswe, le boleo jwa gago bo tlhatswitswe.”
”“Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o o dutseng mo godimo ga ditšheruba ke wena Modimo, ee, wena wesi fela, wa magosi otlhe a lefatshe; o dirile legodimo le lefatshe.
”Gonne ke tlaa femela motse o, go o boloka, ka ntlha ya me le ka ntlha ya motlhanka wa me Dafite.” Mme moengele wa ga Jehofa a tswa, a ya a gaila batho ba le 185 000 mo bothibelelong jwa Baasiria; mme e rile batho ba tsoga go le ka maphakela, bonang ba bo ba le ditoto fela.
”Ka leba, mme bonang, sefefo sa tswa ntlheng ya botsheka, leru le legolo, le molelo o o imenaganyang, le na le phatsimo tikologong ya lone, mme mo gare ga lone ga tswa e kete mmala wa motsodutsokwane mo gare ga molelo. Mo gare ga lone ga tswa setshwano sa ditshedi di le nne. Mme e ke yone ponalo ya tsone; di ne di na le setshwano sa motho. Sengwe le sengwe sa tsone sa bo se na le difatlhogo di le nne, e bile sengwe le sengwe sa tsone sa bo se na le diphuka di le nne. Maoto a tsone e ne e le maoto a a tlhamaletseng fela; mme pato ya dinao tsa tsone e ne e ntse jaaka pato ya tlhako ya namane; mme di tsabakela jaaka mmala wa kgotlho e e gotlhilweng. Tsa bo di na le diatla tsa motho fa tlase ga diphuka tsa tsone mo ditlhakoreng tsa tsone tsoo nne; mme difatlhogo le diphuka tsa tsone tsoo nne di ne di ntse jaana, ke go re: Diphuka tsa tsone di ne di tshwaraganye; fa di tsamaya di ne di sa retologe; sengwe le sengwe se ne se tle se tlhamalalele kwa pele fela. Ka ga setshwano sa difatlhogo tsa tsone, di ne di na le sefatlhogo sa motho; mme mo ntlheng ya ka fa tsogong le legolo di ne di na le sefatlhogo sa tau tsoo nne; mme ka fa ntlheng ya la molema di ne di na le sefatlhogo sa kgomo tsoo nne; di bile di na le sefatlhogo sa ntswi yo motona tsoo nne. Kwa godimo difatlhogo tsa tsone le diphuka tsa tsone di ne di kgaoganye; diphuka di le pedi tsa sengwe le sengwe di tshwaraganye, mme di le pedi tsa bo di apesitse mebele ya tsone. Sengwe le sengwe sa siamela kwa pele fela; kwa mowa o ne o na le go ya gone, tsa ya gone; ga di a ka tsa re di tsamaya tsa menoga. Mo gare ga ditshedi tseo ga bo go na le ponalo nngwe e e tshwanang jaaka magala a molelo a a tukang, jaaka ponalo ya ditime; mme ya tsamaya tsamaya mo gare ga ditshedi, mme molelo o ne o phatsima, mme ga tswa dikgadima mo molelong. Mme ditshedi tsa siana di ba di bowa jaaka go bebenya ga logadima.
”Jaana ya re ke sa lebile ditshedi, bonang, lekoto le le dikologang le le lengwe fela fa fatshe fa ditsheding, la sengwe le sengwe sa difatlhogo tsa tsone tsoo nne. Ponalo ya maoto a a dikologang le ya tiro ya yone e ne e ntse jaaka mmala wa lentswe la berile; mme ao mane a le tshwano e le nngwe fela: ponalo ya one le tiro ya one go ne go ntse jaaka e kete ke lekotwana le le dikologang mo teng ga lekoto le lengwe. Fa di tsamaya, di bo di tsamaya ka dintlha tsa tsone tsoo nne; fa di tsamaya di be di sa dikologe. Ka ga digogoropo tsa maoto di ne di godile di bile di boitshega; mme digogoropo tsa one ao mane di ne di tletse matlho mo tikologong. E ne e tle e re ditshedi di tsamaya, maoto a a dikologang a tsamaye fa go tsone; mme fa ditshedi di tsholediwa fa fatshe, maoto a tsholediwe. Kwa mowa o ne o na le go ya gone, tsa ya gone; mowa o ne o na le go ya gone fela; mme maoto a a dikologang a tsholediwa fa go tsone; gonne mowa wa setshedi o ne o le mo maotong a a dikologang. E ne e tle e re tseo di tsamaya, le one a tsamaye; mme fa tseo di ema, le one a eme; fa tseo di tsholediwa fa fatshe, maoto a tsholediwa fa go tsone; gonne mowa wa setshedi o no o le mo maotwaneng a a dikologang.
”Godimo ga tlhogo ya setshedi go ne go okame setshwano sa phuthologo ya loapi, se tshwana jaaka mmala wa legakwa le le boitshegang, se tsharologetse tlhogo tsa tsone fa godimo. Ka fa tlase ga phuthologo ya loapi diphuka tsa tsone di ne di tlhamaletse, longwe lo lebaganye le lo longwe: sengwe le sengwe se ne se na le di le pedi tse di apesang mebele ya tsone ka fa ntlheng e, le sengwe le sengwe se ne se na le di le pedi tse di apesang mebele ya tsone ka fa ntlheng e nngwe. E ne e re di tsamaya, ka utlwa mosumo wa diphuka tsa tsone o ntse jaaka mosumo wa metsi a magolo, jaaka lentswe la Mothatayotlhe, e le mosumo wa pheretlho o ntse jaaka mosumo wa ntwa; e ne e re di ema, di losolole diphuka. Ga bo go le lentswe fa godimo ga phuthologo ya loapi e e okameng ditlhogo tsa tsone; e ne e re di ema, di losolole diphuka.
”Mme ka utlwa mosumo wa diphuka tsa ditshedi ka di amana, le modumo wa maoto a a dikologang fa go tsone, e bong modumo wa tsubalalo e kgolo.
”Foo ka leba, mme bonang, mo phuthologong ya loapi e e okameng ditšheruba, ga bonala mo godimo ga tsone e kete lentswe la safira, e le ponalo ya tshwano ya setulo sa bogosi. Mme a bua le monna yo o apereng leloba, a re: “Tsena fa gare ga maotwana a a ferelelang, e bong fa tlase ga tšheruba, mme o tabole magala a molelo fa gare ga ditšheruba ka diatla tsoo pedi, di tlale, mme o a gasanyetse motse.” Mme a tsena, ke mo lebile. Jaana e rile motho yoo a tsena, ditšheruba tsa bo di eme ntlheng ya letsogo le legolo ga ntlo; mme leru la tlala ka lolwapa lo lo kwa teng. Kgalalelo ya ga Jehofa ya tlhatloga mo tšherubeng, ya ya ya okama serepodi sa ntlo; mme ntlo ya tlala leru, le lolwapa lwa tlala phatsimo ya kgalalelo ya ga Jehofa. Mosumo wa diphuka tsa ditšheruba wa utlwala go ya fela kwa lwapeng lo lo kwa ntle, o ntse jaaka lentswe la Modimo Mothatayotlhe fa o bua. Ga dirala e rile a laola motho yo o apereng leloba, a re: “Tsaya molelo fa gare ga maotwana a a ferelelang, fa gare ga ditšheruba,” a tsena a ba a ya a ema fa lekotwaneng lengwe. Tšheruba ya otlolola letsogo e le fa gare ga ditšheruba, ya le otlololela molelo o o fa gare ga ditšheruba, mme ya tsaya ga one, ya o tsenya mo seatleng sa yo o apereng leloba, mme yoo a o tsaya a tswela kwa ntle. Ga bonala mo ditšherubeng tshwano ya seatla sa motho e le ka fa tlase ga diphuka tsa tsone.
”Ka leba, mme bonang, ga bo go le maotwana a a dikologang a le mane fa ditšherubeng, lekotwana le lengwe fela fa tšherubeng e le nngwe fela, le lekotwana le lengwe fa tsherubeng e nngwe; ponalo ya maotwana a a dikologang e ne e ntse jaaka mmala wa lentswe la berile. Ka ga ponalo ya one, ao mane a ne a na le tshwano e le nngwe fela, jaaka ekete lekotwana le lengwe le le dikologang le le mo teng ga lekotwana le lengwe le le dikologang. Fa di tsamaya di bo di tsamaya ka dintlha tsa tsone tsoo nne; fa di tsamaya di se ke di menoge, mme felong kwa tlhogo e lebileng teng le tsone di ye di e setse morago. Le mmele otlhe wa tsone, le mekwatla ya tsone, le diatla tsa tsone, le diphuka tsa tsone, le maotwana a a dikologang, go ne go tletse matlho mo tikologong yotlhe, e bong maotwana a a dikologang a di nang nao tsoo nne. Ka ga maotwana a a dikologang, a ne a bidiwa mo kutlong ya me, go twe, Maotwana a a ferelelang. Nngwe le nngwe e ne e na le difatlhogo di le nne; sa ntlha e le sefatlhogo sa tšheruba, sa bobedi e le sefatlhogo sa motho, sa boraro e le sefatlhogo sa tau, mme sa bone e le sefatlhogo sa ntswi yo motona. Ditšheruba tsa tlhatloga. Se ke sone setshedi se ke se bonyeng fa nokeng ya Kebare. E ne e re ditšheruba di tsamaya, maotwana a a dikologang a tsamaye fa go tsone; mme e re ditšheruba di tsholetsa diphuka tsa tsone go tlhatloga mo lefatsheng, maotwana a a dikologang le one a se ke a fapoge fa go tsone. E re fa go ema tsone, le one a eme, mme e re di tlhatloga, le one a tlhatloge natso, gonne mowa wa setshedi o ne o le mo go one.
”Mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tloga ya tswa ka fa godimo ga serepodi sa ntlo, ya ya ya okama ditšheruba. Ditšheruba tsa tsholetsa diphuka, mme e rile di tswelela tsa tloga fa fatshe, tsa tlhatloga mo ponong ya me, maotwana a a dikologang le one a le fa go tsone; tsa ema fa mojakong wa kgoro e e ka fa botlhabatsatsi ga ntlo ya ga Jehofa; mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e di okame. Se ke sone setshedi se ke se bonyeng fa tlase ga Modimo wa Iseraele, fa nokeng ya Kebare; mme ka itse fa e le ditšheruba. Nngwe le nngwe e ne e na le difatlhogo di le nne, nngwe le nngwe diphuka di le nne; mme tshwano ya diatla tsa motho e le ka fa tlase ga diphuka tsa tsone. Ka ga tshwano ya difatlhogo tsa tsone, e ne e le difatlhogo tse nkileng ka di bona fa nokeng ya Kebare, ponalo ya tsone le sebele sa tsone; nngwe le nngwe ya tsone ya tlhamalalela kwa pele fela.
”Foo ditšheruba tsa tsholetsa diphuka, maotwana a a dikologang a le fa go tsone; mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele ya bo e di okame fa godimo.
”Banna ba bararo bao, Shaterake le Mešeke, le Abetenego, ba wela mo bokepisong jo bo molelo jo bo tukang ba bofilwe. Foo Nebukatenesare kgosi a gakgamadiwa, mme a nanoga ka potlako, a bua, a raya bagakolodi ba gagwe, a re: “A ga re a latlhela batho ba le bararo mo gare ga molelo, ba bofilwe?” Ba fetola kgosi, ba re: “Go ntse jalo, kgosi.” A fetola, a re: “Bonang, ke bona banna ba le bane ba ba sa bofiwang, ba tsamaya fela mo teng ga molelo, mme ga ba a utlwa botlhoko bope; ponalo ya wa bone e ntse jaaka ya mongwe morwa medimo.” Foo Nebukatenesare a atamela mojako wa bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang; a bua, a re: “Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, lona batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, tswang lo tle kwano.” Foo Shaterake, le Mešeke, le Abetenego ba tswa mo gare ga molelo. Dikgosana, le balaodisiwa, le balaodi, le bagakolodi ba kgosi, ka ba ne ba phuthegile, ba bona banna bao, go re, molelo o ne o se na thata epe mo mebeleng ya bone, le go re moriri wa ditlhogo tsa bone o ne o sa baboga, le go re, marukgwe a bone a ne a sa fetoga, le go re go ne go se na monkgo wa molelo mo go bone. Nebukatenesare a bua, a re: “A go bakweng Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, o o romileng moengele wa one, mme wa golola batlhanka ba one ba ba ikantseng mo go one, mme ba fetotse lefoko la kgosi, ba ineetse ka mebele ya bone gore ba se direle modimo ope, le fa e le go o obamela, fa e se Modimo o e leng wa bone fela.
”“Ka leba mo diponatshegelong tsa tlhogo ya me mo bolaong jwa me, mme bonang, molebedi mongwe yo o leng moitshepi a fologa mo legodimong.
”“ ‘Katlholo eo, e ka taolo ya balebedi, le topo eo e ka lefoko la baitshepi; e le gore batshedi ba tle ba itse fa Mogodimodimo a busa mo bogosing jwa batho, mme o tlaa a bo neye mongwe fela, yo o mo ratang a bo tlhomele motho yo o nyatsegang fela.’
”Modimo wa me o romile moengele wa one, mme o momisitse ditau melomo, ga di a ntshenya gope; gonne fa pele ga one ga fitlhelwa bosenangmolato mo go nna; le gone fa pele ga gago, kgosi, ga ke a senya sepe.”
”Ga pomponyega nokana ya molelo e elela e tswa fa pele ga gagwe; ba ba makgolokgolo ba ne ba mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ema fa pele ga gagwe; tsheko ya bewa, le dikwalo tsa petlekwa.
”Ka utlwa lentswe la motho gare ga dimota tsa Ulai le goa, le re: “Gaberiele, tlhaloganyetsa monna yo ponatshegelo.” Jalo a atamela fa ke emeng teng; mme ya re a tla, ka boifa, ka wela ka sefatlhogo fa fatshe; mme a nthaya a re: “Morwa motho tlhaloganya; gonne ponatshegelo ke ya lobaka lwa kwa bokhutlong.”
”ee, ya re ke sa ntse ke bua mo morapelong, monna yoo Gaberiele, yo nkileng ka mmona mo ponatshegelong mo tshimologong, ka a fofisitswe ka bofefo, a nkama e ka ne e le ka lobaka lwa seromololo sa maitseboa. Mme a ntlhaloganyetsa, a bua le nna, a re: “Daniele, ke tsile go go dira setswerere mo tlhaloganyong.
”Mme bonang, seatla sa nkama, sa nkhubamisa ka mangole, le ka dikhuti tsa diatla tsa me fa fatshe. Mme a nthaya, a re: “Daniele, wena monna yo o ratwang thata, tlhaloganya mafoko a ke a buang nao, mme o eme o thokgame; gonne ke le fano ke romilwe mo go wena.” Ya re a sena go bua lefoko le le nna, ka ema ke roroma. Foo a nthaya, a re: “O se ka wa boifa, Daniele, gonne e sa le ka tsatsi la ntlha le o ineetseng ka lone go tlhaloganya, le go ikisa tlase fa pele ga Modimo wa gago, mafoko a gago a utlwilwe; mme ke tsile ka ntlha ya mafoko a gago. Kgosana ya bogosi jwa Peresia ya ganela le nna ka malatsi a le 21, mme bona, Mikaele, mongwe wa dikgosana tse dikgolo, a tla go nthusa; mme ka sala teng le dikgosi tsa Peresia. Jaana ke tsile go go tlhaloganyetsa se se tlaa dirafalelang batho ba gaeno mo metlheng ya bofelo; gonne ponatshegelo e sa na le malatsi a le mantsi.”
”Ya re a sena go bua le nna ka fa mafokong a, ka digela matlho a me fa fatshe, ka nna semumu fela. Mme bonang, mongwe yo o tshwanang le tshwano ya bomorwa batho a ama dipounama tsa me, foo ka tswa molomo ka bua, ka raya yo o emeng fa pele ga me ka re: “Morena wa me wee, mahutsana a me a boetse mo go nna ka ntlha ya ponatshegelo, mme ga ke a salelwa ke thata epe. Gonne motlhanka wa morena yo wa me, o ka bua jang le morena yo wa me? Gonne ka ga me, ka bonako fela ga bo go no go sa sale thata epe mo go nna, le gone go no go sa sale mowa ope mo go nna.” Foo mongwe a nkama gape, yo o ponalo e tshwanang le ya motho, mme a nthatafatsa. A nthaya a re: “Wena monna yo o ratwang thata, se boife; kagiso e nne nao, nna thata. Ee, o nne thata.” Ya re a bua le nna ka bo ke thatafala, mme ka re: “A Morena wa me a bue; gonne o nthatafaditse.” Foo a re: “A o itse ka fa ke tsileng mo go wena ka teng? Mme jaanong ke tlaa bowa ke ya go tlhabana le kgosana ya Peresia. Mme e tlaa re ke tswa, bona, kgosana ya Gerika e tlaa tla. Mme ke tlaa go bolelela se se kwadilweng mo lokwalong lwa boammaaruri; mme ga go na ope yo o emeng le nna ntlheng ya dilo tse, fa e se Mikaele kgosana ya lona.”
”“E tlaa re mo motlheng oo go tlaa ema Mikaele, kgosana e kgolo e e emelang bana ba batho ba gaeno; go tlaa nna motlha wa khuduego, o e sa leng ka go nna morafe le go tla mo go lone lobaka loo, go ise go ke go nne ope o o ntseng jalo; mo motlheng oo batho ba gaeno ba tlaa gololwa, mongwe le mongwe yo o tlaa fitlhelwang a kwadilwe mo lokwalong.
”Letsang lonaka mo Sione, lo openg mokgosi wa tshoso mo thabeng ya me e e boitshepo; a banni botlhe ba lefatshe ba rorome; gonne motlha wa ga Jehofa o etla, gonne o fa gaufi. Motlha wa lefifi le letobo, motlha wa maru le lefifi le le kwenneng, jaaka bosa fa bo sela le dithaba; batho ba ba tšhaba e kgolo e e thata, ga go ise go ke go nne e e tshwanang nabo, le gone ga go ketla go tlhola go nna epe morago ga bone, go ya fela dinyageng tsa dikokomana di le dintsi. Molelo o laila fa pele ga bone; fa morago ga bone kgabo e a tuka; lefatshe le ntse jaaka tshimo ya Etene fa pele ga bone, mme morago ga bone ke naga e e swafetseng fela. Ee, ga go na sepe se se falotseng mo go bone. Ponalo ya bone e ntse jaaka ponalo ya dipitse; ba bile ba taboga jaaka bapalami ba dipitse. Go tlola ga bone go ntse jaaka modumo wa dikara, mo godimo ga dithaba go ntse jaaka modumo wa kgabo ya molelo fa e ja dirite, jaaka batho ba ba thata fa ba abetswe go tlhabana. Ditšhaba di mo tlalelong e e mahehe ka ntlha ya bone; difatlhogo tsotlhe di khwatile. Ba taboga jaaka batho ba ba nonofileng; ba palama lorako jaaka batlhabani; ba tsamaela gongwe botlhe mo ditseleng tsa bone, ga ba fapaane mo thulaganong ya bone. Le gone mongwe ga a kgorometse yo mongwe; ba tsamaela gongwe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, ba sotlhomele mo dibolaong fela ka thata, ga ba kgaogane mo go sepeleng ga bone. Ba tlolele mo motseng; ba taboge mo godimo ga lorako; ba palamele mo matlong; ba tsene ka fa diponeng jaaka legodu. Lefatshe le reketle fa pele ga bone; magodimo a rorome, letsatsi le fifale le kgwedi, le dinaledi di gonyetse phatsimo ya tsone. Jehofa o ntsha lentswe la gagwe fa pele ga ntwa ya gagwe; gonne ntwa ya gagwe e e tlhaolelang e kgolo thata; gonne go thata yo o dirafatsang lefoko la gagwe. Gonne motlha wa ga Jehofa o mogolo, o boitshega thata; mme e mang yo o ka o itshokelang?
”Ka leba bosigo, mme bonang, motho a palame pitse e le khunou, mme a bo a eme mo gare ga ditlhare tsa maretela tse di kwa tlase; morago ga gagwe go ne go le dipitse tse di khunou, le tse dikwebu, le tse di tshweu. Foo ka re: “Morena wa me, ke eng tse?” Mme moengele yo o buang le nna a nthaya, a re: “Ke tlaa go supetsa gore dilo tse ke eng.” Mme monna yo o ne a eme mo gare ga ditlhare tsa maretela a mphetola, a re: “Ba ke bone ba Jehofa o ba romileng, ba tlaa go ya kwa le kwa ba ralale lefatshe.” Mme ba fetola moengele wa ga Jehofa yo o emeng mo ditlhareng tsa maretela ba re: “Re sepeletse kwa le kwa re raletse lefatshe, mme bonang, lefatshe lotlhe le dutse fela, le mo boiketlong.” Foo moengele wa ga Jehofa a fetola, a re: “Jehofa wa masomosomo, e tlaa nna lobaka lo lokae o ntse o sa utlwele Jerusalema botlhoko le metse ya Juta, e o ntseng o le bogale nayo ka dinyaga tse di 70 tse?” Mme Jehofa a fetola moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, e bong mafoko a a gomotsang. Jalo moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Kua, o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Ke lefufa le legolo ka ga Jerusalema le Sione.
”Ka tsholetsa matlho a me, ka leba, mme bonang monna yo o tshotseng mogala o o lekanyang. Foo ka re: “O ya kae?” A nthaya a re: “Ke ya go lekanya Jerusalema, gore ke bone boatlhamo jwa one le boleele jwa one.” Bonang, moengele yo o buang le nna a tswela kwa ntle, mme moengele yo mongwe a tswa a ya go kgatlhana nae. A mo raya a re: “Taboga o bue le lekau leo o re: ‘Jerusalema o tlaa nnwa jaaka metsana e e se nang dithako, ka ntlha ya bontsi jwa batho le jwa dikgomo jo bo tlaa nnang mo go one. Gonne nna, go bua Jehofa, ke tlaa nna lorako lwa molelo lwa one mo tikologong, mme ke tlaa nna kgalalelo mo gare ga one.’ ”
”A ntshupetsa Jošua moperesiti yo mogolo a eme fa pele ga moengele wa ga Jehofa, le Satane a eme ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la gagwe, gore a nne moganetsi wa gagwe. Jehofa a raya Satane a re: “A Jehofa a go kgalemele wena Satane; ee, Jehofa yo o itshenketseng Jerusalema, a a go kgalemele; yo a ga se motswaiso o o swatotsweng mo molelong?” Jaana Jošua o ne a apere diaparo tse di maswe, a eme fa pele ga moengele. Mme a raya ba ba emeng fa pele ga gagwe, a re: “Tlosang diaparo tse di matladika mo go ene.” Mme a mo raya a re: “Bona, ke fetisitse ka tlosa tshiamololo ya gago mo go wena, mme ke tlaa go apesa diaparo tse dintle.” Ka re: “A ba mo rwese tlhoro e ntle mo tlhogong.” Mme ba mo rwesa tlhoro e ntle mo tlhogong, ba mo apesa diaparo; mme moengele wa ga Jehofa a bo a eme teng. Moengele wa ga Jehofa a tlhomamiseletsa Jošua, a re: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Fa o sepela mo tseleng tsa me, fa o tshegetsa tebelo ya me, foo le gone o tlaa atlhola ntlo ya me, le gone o tlaa lebela malwapa a me, mme ke tlaa go naya boemo jwa katamelo mo go ba ba emeng teng.
”Foo ka bua, ka raya moengele yo o buang le nna ka re: “Dilo tse ke eng, morena wa me?” Moengele a mphetola a re: “Tse ke diphefo tse nne tsa legodimo, tse di tswang kwa go emeng fa pele ga Jehofa wa lefatshe lotlhe.
”Mme ya re a akanya jalo, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go ene ka toro, a re: “Josefe morwa Dafite, se boife go tsaya Maria mosadi wa gago, gonne go ithwala ga gagwe ke ga Mowa o o Boitshepo. O tlaa bona ngwana wa mosimane; mme o tlaa mo raya leina o re, Jesu; gonne ke ene yo o tlaa gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.” Jaana gotlhe mo go dirafetse, gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke Morena ka moperofeti fa a re: “Bonang, kgarebane e tlaa ithwala, mme e tlaa bona ngwana wa mosimane, mme ba tlaa mo raya leina ba re, Imanuele,” ke gore: “Modimo o mo go rona” fa go phuthololwa. Mme Josefe a tsoga mo borokong, a dira jaaka moengele wa Morena a mo laile, a tsaya mosadi wa gagwe;
”Jaana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.”
”E rile Herote a sena go swa, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro, kwa Egepeto, a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o ye lefatsheng la Iseraele; gonne ba ba kileng ba batla go mmolaya ba sule.”
”A mo raya a re: “A e re fa o le Morwa Modimo, o itatlhele kwa tlase, gonne go kwadilwe ga twe: “ ‘O tlaa laela baengele ba gagwe ka ga gago; mme ba tlaa go legelela ka diatla tsa bone, e se re kgotsa lonao lwa gago lwa sugakanngwa ke lentswe.’ ”
”Foo diabolo a mo tlogela; mme baengele ba tla ba mo direla.
”mmaba yo o ba jadileng ke diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele. Ke gone jaaka mohoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo; go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe. Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang; mme ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.
”Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng, ba ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.
”Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.
”“Lo bone, gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke a lo raya ka re, kwa legodimong baengele ba bone ba lebile ka metlha yotlhe sefatlhogo sa ga Rre yo o kwa legodimong.
”gonne e tlaa re mo go tsogeng ga baswi ba bo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalo, mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong.
”O tlaa roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya lonaka, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa sekhutlong sengwe sa legodimo go ya go se sengwe.
”“Ka ga letsatsi leo le nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba legodimo, le fa e le morwa, fa e se Rara a le esi fela.
”“E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo.
”Kgotsa a o a itlhoma, ke sa ka ke ka rapela Rre, mme e re fela jaana a rome bogolo go mephato e le 12 ya baengele go nthusa?
”Mme bonang, ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; gonne moengele wa Morena a fologa kwa legodimong, a tla a pitikololela lentswe kwa thoko, mme a dula mo go lone. Ponalo ya gagwe ya bo e ntse jaaka logadima, diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko. Mme balebedi ya re ka ba mmoifa, ba roroma thata, ba ba ba nna jaaka ba ba suleng. Mme moengele a bua, a raya basadi a re: “Lo se boifeng; gonne ke a itse fa lo batla Jesu yo o ne a bapotswe. Ga a yo fa; gonne o tsogile, fela jaaka a ne a bua. Tlang lo bone felo fa Morena o ne a letse teng. Mme lo itlhaganele, lo ye go raya barutwa ba gagwe lo re: ‘O tsogile mo baswing; mme bonang, o lo etelela pele kwa Galilea; lo tlaa mmona teng;’ lo bo lo bone, ke lo boleletse.”
”Mme a nna mo nageng malatsi a le 40 a raelwa ke Satane; a nna teng le diphologolo; mme baengele ba mo direla.
”Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong, mogang o tlang ka kgalalelo ya ga rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”
”Gonne e tlaa re ba tsoga mo baswing boo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalong; mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong.
”Foo o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa bofelelong jwa lefatshe go ya bofelelong jwa legodimo.
”“Mme ka ga letsatsi leo kgotsa nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba ba kwa legodimong, le fa e le Morwa, fa e se Rara fela.
”Mme ya re ba tsena mo phupung, ba bona motho wa lekau a dutse ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, a apere kobo e tshweu; mme ba tseana. A ba raya a re: “Se tseaneng; lo batla Jesu wa Monasaretha yo o neng a bapotswe, o tsogile, ga a yo fa, bonang felo fa ba ne ba mmeile teng! Yang lo bolelele barutwa ba gagwe, le Petere, lo re, o lo etelela pele a ya Galilea; lo tlaa mmona teng jaaka a kile a lo bolelela.”
”Mme ga bonala kwa go ene moengele wa Morena, a eme ka fa ntlheng ya letsogo le le siameng la sebeso sa maswalo. Ya re Sakaria a mmona a fuduega, le poifo ya mo wela. Mme moengele a mo raya a re: “Sakaria, o se ka wa boifa gonne thapelo ya gago e utlwilwe; mme mosadi wa gago Elisabethe o tlaa bona ngwana wa mosimane nao; mme o tlaa mo raya leina o re, Johane. O tlaa nna le boitumelo le boipelo; le batho ba le bantsi ba tlaa itumelela go tsalwa ga gagwe. Gonne o tlaa nna mogolo mo ponong ya Morena; ga a ketla a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng; mme o tlaa tlala Mowa o o Boitshepo le a sa tswa sebopelong sa ga mmaagwe. Bana ba le bantsi ba Iseraele o tlaa ba sokololela mo go Morena Modimo wa bone. O tlaa mo etelela pele ka mowa le ka nonofo ya ga Elija, go sokololela dipelo tsa borara mo baneng, le ba ba sa utlweng go sepela mo botlhaleng jwa basiami; go baakanyetsa Morena sešaba se o se etleeleditsweng.” Jalo Sakaria a raya moengele a re: “Golo mo ke tlaa go itse ka eng, ka ke le monnamogolo le mosadi wa me a tsofetse thata?” Moengele a mo fetola a re: “Ke nna Gaberiele, yo ke emang fa pele ga Modimo; ke romilwe go tla ke bua nao, le go go bolelela mafoko a, a boitumelo. Bona, o tlaa nna semumu, o retelelwe ke go bua, go tle go tsamaye letsatsi le tle, le dilo tse di tlaa dirafalang ka lone, ka o sa dumele mafoko a me, a a tlaa dirafalang mo lobakeng lwa one.”
”Jaana e rile ka kgwedi ya borataro, moengele Gaberiele a rongwa ke Modimo kwa motseng wa Galilea, o o bidiwang Nasaretha. A ya kwa kgarebaneng e e beeletsweng ke monna yo o bidiwang Josefe, wa ntlo ya ga Dafite; leina la kgarebane e ne e le Maria. Moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela wena yo o sego thata, Morena o na nao: (O sego mo basading).” Maria a fuduiwa thata ke lefoko la gagwe, mme a akanya tumediso e, gore e ka ne e le e e ntseng jang. Moengele a mo raya a re: “O se ka wa boifa Maria; gonne o bonye lesego mo Modimong. Bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa mosimane, o tlaa mo raya leina o re, Jesu. O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.” Mme Maria a raya moengele a re: “Mo go tlaa nna jang, ka ke sa itse monna?” Mme moengele a mo fetola a re: “Morwa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimodimo e tlaa go tshutifalela; ke gone le sone seo se se boitshepo se o tlaa se belegang, se tlaa bidiwa boitshepo, Morwa Modimo. Bona, Elisabethe wa losika lwa gago, le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; mme e, ke yone kgwedi ya borataro mo go ene yo o neng a bidiwa moopa. Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.” Mme Maria a re: “Bona, lelata la Morena; a go ntirafalele jaaka lefoko la gago.” Mme moengele a mo tlogela.
”Jaana ga bo go le badisa mo nageng, mo lefatsheng leo, ba disitse letsomane la bone bosigo. Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya phatsima ntlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo. Moengele a ba raya a re: “Se boifeng, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tlaa dirafalelang batho botlhe. Gonne gompieno mo motseng wa ga Dafite lo tsaletswe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena. Mme se, e tlaa nna sesupo mo go lona; lo tlaa fitlhela ngwanyana a phuthetswe ka matsela, a letse mo bojelong jwa dipitse.” Mme ba tshogana ka moengele a bile a na le bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo, ba baka Modimo ba re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.” Ga dirala e rile baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: “A re yeng fela jaana kwa Bethelehema, re bone selo se, se se dirafetseng se Morena o se re itsisitseng.”
”gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tlaa laya baengele ba one ka ga gago gore ba go dibele; ba tlaa go legelela ka diatla gore e se re kgotsa motlhamongwe lonao lwa gago lwa sugakanngwa ke lentswe.’ ”
”Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, Morwa Motho o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke ene, mogang o tlang ka kgalalelo ya gagwe, le ya ga rraagwe, le ya baengele ba ba boitshepo.
”“Ke a lo raya ka re, le fa e le mang yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, Morwa Motho le ene o tlaa mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo; mme yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, o tlaa itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.
”Ke a lo raya, go tlaa nna boitumelo fela jalo kwa legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go ka ga ba ba siameng ba le 99, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.
”Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”
”“Ga dirala gore mokopi a swa, mme baengele ba mmelegela kwa sehubeng sa ga Aberahame, mohumi le ene a swa, a fitlhwa.
”le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa, ka ba tshwana le baengele; mme ke bana ba Modimo, ka e le bana ba go tsoga ga baswi.
”Mme ga bonala moengele kwa go ene, a tswa legodimong, a mo thatafatsa.
”Ga dirala, ya re ba sa ntse ba akabetse thata ka ga gone, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse di tsabakelang; ka ba boifa, ba ikobela ditlhogo fa fatshe, ba ba raya ba re: “Lo batlelang motshedi mo baswing? Ga a yo fa; o tsogile; gakologelwang ka fa o buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galilea. A re: ‘Morwa Motho o na le go neelwa mo diatleng tsa batho ba boleo, le go bapolwa, le go ba a tsoga ka letsatsi la boraro.’ ”
”mme e rile ba sa fitlhele mmele wa gagwe, ba tla ba re, ba bile ba bonye ponatshegelo ya baengele ba ba rileng, o tshedile.
”A mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, lo tlaa bona legodimo le atlhamologile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba ba ba fologela mo go Morwa Motho.”
”Jaana go na le lekadiba mo Jerusalema, fa kgorong ya dinku, le le bidiwang Betheseta mo puong ya Sehebere, le na le diobo di le tlhano. Mo diobong tse ga bo go le bontsi jwa balwetse, difofu, le batlhotsi le ba ba omeletseng, ba lebeletse kgobero ya metsi. (Gonne moengele o ne a tle a fologele mo lekadibeng motlha mongwe, mme a kgobere metsi; ke gone yo e leng wa ntlha go tsena, metsi a sena go kgoberwa, a fole, le fa e ka ne e le pobolo efe e e mo tshwereng.)
”Maria a bo a eme ka fa ntle ga phupu a lela; mme ya re a ntse a lela, a inama, a okomela mo phupung; a bona baengele ba le babedi ba ba apereng bosweu, ba dutse fa setoto sa ga Jesu se neng se le teng, mongwe a le fa tlhogong, yo mongwe fa dinaong. Ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?” A ba raya a re: “Ke ka gobo ba tlositse Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.”
”E rile a sena go bua dilo tse, ba ntse ba lebile, a tlhatlosiwa; leru la mo tshola mo ponong ya bone. Ya re ba sa ntse ba lebile thata kwa loaping jaaka a tsamaya, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu; ba ba bileng ba bua ba re: “Lona banna ba Galilea, lo emetseng lo lebile kwa loaping? Jesu yo, yo o tsholeleditsweng kwa legodimong a tswa mo go lona, o tlaa tla jalo fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”
”ba tsenya baaposetole diatla, ba ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo ya motse. Mme moengele mongwe wa Morena a bula ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Tsamayang, lo ye go ema lo bue le batho mo tempeleng mafoko otlhe a Botshelo jo.”
”e bong lona ba lo amogetseng molao, o ntse fela jaaka o sa le o tlhongwa ke baengele, mme lwa se ka lwa o boloka.”
”Moengele wa Morena a bua le Filipo a re: “Tloga o ye kwa ntlheng ya borwa, kwa tseleng e e tswang Jerusalema e ya Gasa;” foo ke naga fela.
”E rile ka lobaka lo e ka neng e le lwa nako ya boraro, ya motshegare wa maitseboa, a bona sentle ka ponatshegelo moengele wa Modimo a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Korenelio.” Ene ya re a tsepega matlho mo go ene, ka a boifa a re: “Ke eng, Morena?” A mo raya a re: “Merapelo ya gago, le dikatso tsa gago di tlhatlogile, di ile go nna segopotso fa pele ga Modimo.
”Petere a tswalelwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme a direlwa thapelo ke phuthego ka tlhaofalo fa pele ga Modimo. E rile fa Herote a tlaa tloga a mo ntsha, Petere a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi sigong joo, a golegilwe ka diketane di le pedi, balebedi le bone ba le fa mojakong, ba disitse ntlo ya kgolegelo. Mme bonang, moengele wa Morena a ema fa go ene, le lesedi la phatsima mo ntlong ya kgolegelo; a batola Petere fa lotlhakoreng, a mo tsosa, a re: “Tsoga ka bonako.” Diketane tsa wa mo mabogong a gagwe. Moengele a mo raya a re: “Itlame, o rwale ditlhako.” Mme a dira jalo. A mo raya a re: “Apara kobo ya gago o ntshale morago.” A tswela kwa ntle, a mo sala morago; mme a bo a sa itse fa e le ammaaruri mo go dirilweng ke moengele, a itlhoma a bona ponatshegelo fela. Ya re ba sena go feta ba tebelo ya ntlha le ya bobedi, ba fitlha fa setswalong sa tshipi sa mojako o o tswelang mo motseng; mme sa ba ipulela fela ka sosi; ba tswela kwa ntle, ba feta ka mmila o mongwe, mme moengele a itse go kgaogana nae.
”E rile Petere a sena go itharabologelwa, a re: “Jaana ke a itse fa ruri Morena a romile moengele wa gagwe go tla go nkgolola mo seatleng sa ga Herote, le mo tebelelong yotlhe ya batho ba Bajuta.” Ya re a sena go akanya selo se, a ya kwa ntlong ya ga Maria, mma Johane, yo o bidiwang Mareko; mme batho ba le bantsi ba bo ba phuthegetse teng, ba rapela. Ya re a kgwanyakgwanya setswalo sa kgoro, lelata lengwe, yo go tweng Rota a ya go reetsa. Ya re a lemoga lentswe la ga Petere, a se ka a bula ka ntlha ya boitumelo, a tabogela mo teng, a bolela fa Petere a ema fa kgorong. Mme ba mo raya ba re: “O a tsenwa.” Mme ene a tlhomamisa thata fa go ntse fela jalo. Ba re: “E tlaa bo e le moengele wa gagwe.” Mme Petere a nna a kgwanyakgwanya; ya re ba sena go bula, ba mmona, ba gakgamala.
”Ya re ka letsatsi lengwe le le laotsweng, Herote a ikgabisa ka diaparo tsa segosi, mme a dula mo setulong sa bogosi, a laya batho ka puo e kgolo. Batho ba thela lošalaba ba re: “Ke lentswe la modimo mongwe, ga se la motho.” Ka bonako moengele wa Morena a mo itaya, ka a sa neye Modimo tlotlo; mme a jewa ke diboko, a swa.
”Gonne Basadukai ba re, ga go na go tsoga ga baswi, ga go na moengele le fa e le mowa, mme Bafarisai ba dumetse fa dilo tse tsotlhe di le teng.
”Gonne go letse go eme fa go nna moengele wa Modimo o ke leng wa one, le o ke o direlang, a re: ‘Paulo o se ka wa boifa, o na le go ya go ema fa pele ga Kaesare; mme bona, Modimo o go neetse botlhe ba o etileng nabo mo sekepeng.’
”A ga lo itse fa re tlaa atlhola baengele? Bogolo jang dilo tse e leng tsa botshelo jono?
”Ke gone ka moo mosadi o tshwanetseng go dirana le sesupo sa go nna mo taolong mo tlhogong ya gagwe, ka ntlha ya baengele.
”Fa ke bua dipuo tsa batho le tsa baengele, mme fa ke se na lorato, ke be ke etsa kgotlho e e gogomang, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di opanngwang fela.
”Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege.
”Ope a se ka a lo tseela sebeelwa kgaiso ka boikokobetso jwa gagwe fela, le ka go obamela baengele, a kgantsha dilo tse o di bonyeng, a budulositswe mabela a lefela ke pelo ya gagwe ya senama;
”Gonne Morena ka esi o tlaa fologa kwa legodimong, ka lošalaba, le ka lentswe la moengele yo mogolo, le ka go galaotega ga lonaka lwa Modimo; mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tlaa tsoga pele:
”Gonne o kile wa raya ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “O Morwaake, ke go tsetse gompieno”? Gape, “Ke tlaa nna Rraagwe, Mme ene o tlaa nna Morwaake”?
”Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele.”
”Ka ga baengele o buile wa re: “O dira baengele ba one diphefo, le badiredi ba one kgabo ya molelo.”
”O kile wa bua ka ga ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “Dula ka fa letsogong la me le legolo, ke tle ke tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”? Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e rongwang mo tirong ka ntlha ya ba ba tlaa ruang poloko?
”Gonne lobopo lo lo tlang, lo re buang ka ga lone, ga o a ka wa lo baya mo taolong ya baengele. Mongwe o boletse golo gongwe a re: “Kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola? Wa mo fokoletsa boemo go le gonnye fela mo baengeleng; wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo, wa mo naya taolo mo ditirong tsa diatla tsa gago.
”Gonne ruri ga se baengele ba o ba kakatlololang, mme o kakatlolola losika lwa ga Aberahame.
”Mo godimo ga yone ga bo go le ditšheruba tsa kgalalelo, di okame senno sa boutlwelobotlhoko; ke dilo tse re sa ka keng ra bua ka ga sengwe le sengwe sa tsone tsotlhe gompieno.
”Mme lona lo tsile mo thabeng ya Sione, le mo motseng wa Modimo o o tshedileng mo Jerusalema wa selegodimo, le mo masomosomong a a se nang palo a baengele, mo pitsong e kgolo ya botlhe fela, le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa legodimong, le mo Modimong Moatlhodi wa botlhe, le mo meweng ya basiami ba ba dirilweng boitekanelo.
”Se lebaleng go itshupa lorato mo baennyeng; gonne bangwe ba kile ba tshogana ka ba tshotse baengele ka gone ba sa itse.
”Ga senolelwa bone bao fa ba sa itirele, mme ba direla lona ka dilo tseo, tse gompieno lo di itsisitsweng ke ba ba lo reretseng Mafoko a a Molemo, ka Mowa o o Boitshepo o o romilweng o tswa legodimong; e le dilo tse baengele ba eletsang go leba mo go tsone.
”yo o ntseng ka fa letsogong le legolo la Modimo, ka a tsenye kwa legodimong; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taolong ya gagwe.
”e tswa baengele, le fa ba ba gaisa mo nonofong le mo thateng, ba se ke ba ba isa tshekong fa pele ga Morena ka go ba gobolola.
”Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng. Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo.
”Mikaele moengele yo mogolo, o rile a ganela le diabolo, a tatalalana nae ka ga mmele wa ga Moše, a boifa go mo sekisa ka go mo gobolola, mme a bua a re: “A Morena a go kgalemele.”
”bokwateng jwa dinaledi tse supa tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le jwa ditlhomo tsa dipone tse supa tsa gouta. Dinaledi tse supa ke baengele ba diphuthego tse supa; le ditlhomo tse supa tsa dipone ke diphuthego di supa.
”Yo o fenyang, o tlaa apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; mme ga nketla ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tlaa ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe.
”Mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditulo tsa bogosi di le 24; mme mo ditulong tse, ka bona go dutse bagolwane ba le 24, ba apere diaparo tse ditshweu; ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong. Mo setulong sa bogosi ga bo go tswa dikgadima le mantswe, le ditumo tsa maru. Mme ga bo go le dilampa tsa molelo di supa, di tuka fa pele ga setulo sa bogosi, tse e leng Mewa e supa ya Modimo;
”mme fa pele ga setulo sa bogosi ga bo go le e kete lewatle la galase, le tshwana le legakwa le lesweu; mme mo gare ga setulo sa bogosi, le mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditshedi di le nne, tse di tletseng matlho ka fa pele le ka fa morago. Setshedi sa ntlha sa bo se tshwana le tau, setshedi sa bobedi se ne se tshwana le namane, mme setshedi sa boraro sa bo se na le sefatlhogo e kete sa motho, setshedi sa bone sa bo se tshwana le ntswi yo motona yo o fofang. Ditshedi tse nne tse, sengwe le sengwe sa bo se le diphuka di thataro, di tletse matlho mo ntlheng tsotlhe le mo teng; mme ga di ikhutse gope motshegare le bosigo, di ntse di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo, Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o ne a ntse a le yo, le yo o le yong, le yo o tlang.” Mme e ne e tle e re ditshedi di isa kgalalelo le tlotlo, le malebogo mo go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, bagolwane ba ba 24 ba wele fa pele ga yo o dutseng mo setulong sa bogosi, ba obamele ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, mme ba latlhele dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”
”Ka bona moengele yo o thata a bolela ka lentswe le le godileng a re: “Mang yo o nang le tshwanelo ya go menolola lokwalo, le go kanolola dikano tsa lone?”
”Ya re mo gare ga setulo sa bogosi, le fa gare ga ditshedi tse nne, le mo gare ga bagolwane, ka bona Kwana a eme, a ntse jaaka e kete o tlhabilwe, a le dinaka di supa, le matlho a supa, a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e romilweng mo lefatsheng lotlhe. Mme a tla a tsaya lokwalo mo seatlang se segolo sa yo o dutseng mo setulong sa bogosi. Ya re a sena go tsaya lokwalo, ditshedi tse nne, le bagolwane ba 24, ba wela fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa, le megotšana ya gouta e tletse maswalo, a e leng merapelo ya baitshepi.
”Ka leba, ka utlwa lentswe la baengele ba le bantsi, ba ba mo tikologong ya setulo sa bogosi, le la ditshedi le bagolwane; palo ya bone e ne e le makgolo a makgolo, le makgolo a sedikadike; ba bua ka lentswe le le godileng ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go bona nonofo, le dikhumo le botlhale, le thata, le tlotlo, le kgalalelo, le pako!” Sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong, le se se mo lefatsheng, le se se kwa tlase ga lefatshe, le se se mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, ka di utlwa di re: “Pako, le tlotlo, le kgalalelo le puso, di nne kwa go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana ka bosakhutleng le ka bosaengkae!” Ditshedi tse nne tsa re: “Amen!” Bagolwane ba wela fa fatshe ba obamela Modimo.
”Morago ga mo, ka bona baengele ba le bane, ba eme mo dintlheng tsoo nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tsa lefatshe tsoo nne, gore go se ka ga foka phefo epe mo lefatsheng, le fa e le mo lewatleng, le fa e le mo setlhareng sepe. Ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le sekano sa Modimo o o tshedileng; mme a goeletsa ka lentswe le le godileng, a goa baengele ba bane, ba ba neetsweng go tlhokofatsa lefatshe le lewatle. A re: “Lo se ka lwa tlhokofatsa lefatshe, le fa e le lewatle, le fa e le ditlhare, go tle go tsamaye re tshwaye batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng tsa bone pele.”
”Baengele botlhe ba bo ba eme tikologong ya setulo sa bogosi, le mo tikologong ya bagolwane, le ditshedi tse nne; mme ba wela ka difatlhogo fa pele ga setulo sa bogosi, ba obamela Modimo. Ba re: “Amen. Pako le kgalalelo, le botlhale, le malebogo le tlotlo, le nonofo, le thata, di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.”
”Ka bona baengele ba supa, ba ba tleng ba eme fa pele ga Modimo; mme ba newa dinaka di supa. Moengele mongwe a tla a ema fa sebesong, a tshotse leiswana la gouta; mme a neelwa maswalo a le magolo, gore a a tlhakanye le merapelo ya baitshepi botlhe fa sebesong sa gouta, se se fa pele ga setulo sa bogosi. Mme mosi wa maswalo o na le merapelo ya baitshepi, wa tlhatlogela fa pele ga Modimo o tswa mo seatleng sa moengele. Moengele a tsaya leiswana; a le tsenya molelo wa sebeso, la tlala, mme a le latlhela mo lefatsheng; mme ga tloga ga nna ditumo tsa maru, le dikodu le dikgadima, le thoromo ya lefatshe. Baengele ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa, ba ipaakanyetsa go di letsa.
”Wa ntlha a letsa, mme ga tloga ga nna sefako le molelo, go tlhakanye le madi, mme ga latlhelwa mo lefatsheng; mme ntlha ya seraro ya lefatshe ya lailwa ke molelo, le ntlha ya seraro ya ditlhare ya lailwa ke molelo, le bojang jo botala jotlhe jwa lailwa ke molelo. Moengele wa bobedi a letsa, mme ya ne e kete thaba e kgolo e e tukang molelo ya thabuediwa mo lewatleng; mme ntlha ya seraro ya lewatle ya fetoga madi. Ntlha ya seraro ya ditshedi tse di mo lewatleng, e bong tsone tse di tshedileng, ya swa; le ntlha ya seraro ya dikepe ya senngwa. Moengele wa boraro a letsa, mme ga tloga ga wa naledi e kgolo mo legodimong, e tuka jaaka serumola, mme ya wela ntlha ya seraro ya dinoka, le ya metswedi ya metsi; leina la naledi eo ga twe, Longana; ntlha ya seraro ya metsi ya nna longana; mme batho ba le bantsi ba swa ka metsi, ka a fetotswa botlhoko. Moengele wa bone a letsa, mme ntlha ya seraro ya letsatsi ya itega, le ntlha ya seraro ya kgwedi, le ntlha ya seraro ya dinaledi; gore ntlha ya seraro ya tsone e fifale, le ntlha ya seraro ya motshegare e tlhoke lesedi, le bosigo jalo. Mme ka leba, mme ka utlwa ntswi yo motona mongwe a fofa mo gare ga legodimo, a goa ka lentswe le legolo, a re: “Ija! Ija! Ija wee! Ka ntlha ya ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya dikodu tse dingwe tsa dinaka tsa baengele ba bararo ba ba sa ntseng ba na le go di letsa.”
”Moengele wa botlhano a letsa, mme ka bona naledi e wetse fa fatshe e tswa legodimong; mme a newa sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso.
”Moengele wa borataro a letsa, mme ka utlwa lentswe le tswa mo dinakeng tsa sebeso sa gouta se se fa pele ga Modimo. Mongwe a raya moengele wa borataro yo o tshotseng lonaka, a re: “Golola baengele ba bane ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Euferatese.” Mme baengele ba bane ba gololwa, ba ba neng ba baakanyeditswe e e leng yone nako, le letsatsi le kgwedi, le ngwaga, gore ba bolaye ntlha ya seraro ya batho. Palo ya dintwa tsa bapagami e ne e le didikadike di le 200; ka utlwa palo ya bone.
”Ka bona moengele yo mongwe yo o thata, a fologa mo legodimong, a apere leru; mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe, sefatlhogo sa gagwe sa bo se ntse jaaka letsatsi, le maoto a gagwe a ntse jaaka dithogomosi tsa molelo; a bo a tshotse lokwalonyana ka seatla lo menolotswe; lonao lwa gagwe lo logolo a lo tlhoma mo lewatleng, le lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng; mme a goa ka lentswe le legolo, jaaka fa tau e duma; ya re a goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha dikodu tsa tsone. Mme ya re ditumo tse supa tsa maru di ntsha dikodu tsa tsone, ka bo ke re ke a kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa legodimong le re: “Kanela dilo tse ditumo tse di supang tsa maru di di boletseng, o se ka wa di kwala.” Mme moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng, a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong. A ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, yo o tlhodileng legodimo le dilo tse di mo go lone, le lefatshe le dilo tse di mo go lone, le lewatle le dilo tse di mo go lone, a re: “Lobaka ga lo ketla lo tlhola lo le gone; mme e tlaa re mo metlheng ya lentswe la moengele wa bosupa, fa a tlaa tloga a letsa, foo go bo go wediwa bosaitsiweng jwa Modimo, ka fa mafokong a a molemo a o a boleletseng baperofeti batlhanka ba one.”
”Lentswe le ke le utlwileng le tswa legodimong, ka ba ka le utlwa gape le mpuisa le re: “Ya o tseye lokwalo lo lo menolotsweng, lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.” Mme ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nneye lokwalonyana loo. Mme a nthaya a re: “Lo tseye, o lo je o lo swetse; lo tlaa fetola mala a gago a nna bogalaka, mo ganong la gago lo tlaa nna monate jaaka dinotshe.” Mme ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja ka lo swetsa; mme mo ganong la me lwa bo lo le monate jaaka dinotshe; ya re ke sena go lo ja, mala a me a fetoga a nna bogalaka. Ba nthaya ba re: “O na le go ba o perofesa gape ka ga batho ba le bantsi le merafe, le dipuo, le dikgosi.”
”Moengele wa bosupa a letsa; ga tloga ga nna mantswe a magolo mo legodimong a re: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Bagolwane ba ba 24, ba ba dutseng mo ditulong tsa bone tsa bogosi fa pele ga Modimo, ba wela fa fatshe ba obamela Modimo. Ba re: “Re go ntshetsa malebogo Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone, ka e le fa o itseetse thata ya gago e kgolo, o a busa.
”Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone; mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong.
”Ba opela e kete sefela se seša fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane; mme go bo go se motho ope yo o ka ithutang sefela seo, fa e se ba ba 144 000, e bong ba ba tswang go rekwa mo lefatsheng.
”Ka bona moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le Mafoko a a Molemo a a sa khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo, le batho; mme a bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.” Mme moengele yo mongwe, e le wa bobedi, a tla morago ga yoo, a re: “Babilone yo mogolo o ole, o ole, o o dirileng gore merafe yotlhe e nosiwe bojalwa jwa bogale jo bo tsositsweng ke kgokafalo ya gagwe.” Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bone, a bua ka lentswe le legolo a re: “Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a iteseletsa go tshwaiwa mo phatleng, kgotsa mo seatleng, le ene o tlaa nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana.
”Mme moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng, a tlhaeleletsa yo o dutseng mo lerung ka lentswe le legolo, a re: “Ntshetsa thipa ya gago kwa ntle, o sege; gonne lobaka lwa go sega lo tsile; gonne mabele a lefatshe a omeletse.” Mme yo o dutseng mo lerung a latlhela thipa ya gagwe mo lefatsheng; mme lefatshe la rojwa.
”Moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng e e mo legodimong, le ene a tshotse thipa e e bogale ya mabele. Moengele yo mongwe a tswa fa sebesong, e bong yo o nang le taolo mo molelong; mme a tlhaeletsa yo o tshotseng thipa e e bogale ka lentswe le legolo, a re: “Ntshetsa thipa ya gago e e bogale kwa ntle, o phuthe masitlha a mofine wa lefatshe; gonne difine tsa jone di budule thata.” Mme moengele a latlhela thipa ya gagwe mo lefatsheng, a kgaola mefine ya lefatshe, a e latlhela mo segatisetsong sa mafine, e bong mo segatisetsong, se segolo sa bogale jwa Modimo. Segatisetso sa gatelwa kwa ntle ga motse, mme ga tswa madi mo segatisetsong, a fitlha mo dikgoleng tsa megala ya dipitse, a tswela kwa bokgakaleng jwa dikilometara di le 300.
”Ka bona sesupo se sengwe mo legodimong, se segolo le se se gakgamatsang, e bong baengele ba supa, ba tshotse dipetso di supa tse e leng tsa bofelo, gonne bogale jwa Modimo bo fediwa ka tsone.
”Mo tempeleng ga tswa baengele ba supa, ba tshotse dipetso di supa, ba kgabisitswe ka majana a a tlhokegang, a mantle le a a phatsimang, ba iphapile mafatlha ka meiphapo ya gouta. Mme sengwe sa ditshedi tse nne sa neela baengele ba supa megotšana ya gouta e supa, e tletse bogale jwa Modimo o o tshedileng ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo, le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go tsena mo tempeleng dipetso tsa baengele ba supa di ise di be di fele pele.
”Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo tempeleng, le raya baengele ba supa le re: “Tsamayang lo ye go thela bogale jwa Modimo jwa megotšana e supa mo lefatsheng.” Mme wa ntlha a ya a thela ga mogotšana wa gagwe mo lefatsheng; mme ga tloga ga tswa ntho e mpe le e e botlhoko mo bathong ba ba tshwailweng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obamelang setshwantsho sa sone. Wa bobedi a thela ga mogotšana wa gagwe mo lewatleng; mme la fetoga madi, e kete a motho yo o suleng; mme ditshedi tsotlhe tsa swa, e bong dilo tse di mo lewatleng. Wa boraro a thela ga mogotšana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metsi; mme tsa fetoga madi. Ka utlwa moengele wa metsi a re: “O tshiamo, wena Moitshepi, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone; ka o atlhotse jalo; gonne ba tsholotse madi a baitshepi le a baperofeti, o bile o ba nositse madi; go ba tshwanetse.” Ka utlwa seboso se re: “Ee, Morena Modimo, Mothatayotlhe, dikatlholo tsa gago di boammaaruri le tshiamo.” Wa bone a thela ga mogotšana wa gagwe mo letsatsing; mme a newa gore a fise batho ka molelo. Mme batho ba fisiwa ke mogote o mogolo; mme ba tlhapatsa leina la Modimo o o nang le thata mo go tsone dipetso tse; mme ga ba a ka ba ikwatlhaya ba o galaletsa. Wa botlhano a thela ga mogotšana wa gagwe mo setulong sa bogosi sa sebatana; mme bogosi jwa sone jwa fifala; mme ba itshotlha diteme ka botlhoko. Ba ba ba tlhapatsa Modimo wa legodimo, ka ntlha ya matlhoko a bone, le dintho tsa bone; mme ba se ka ba ikwatlhaela ditiro tsa bone. Wa borataro a thela ga mogotšana wa gagwe mo nokeng e kgolo, noka ya Euferatese; mme metsi a yone a kgala, gore tsela e tle e baakanyediwe dikgosi tse di tswang kwa botlhabatsatsi.
”Wa bosupa a thela ga mogotšana wa gagwe mo loaping; mme ga tswa lentswe le legolo mo tempeleng, mo setulong sa bogosi, la re: “Go fedile!”
”Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba tshotseng megotšana e supa, a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go supetsa tshekiso ya seaka se segolo se se dutseng mo metsing a mantsi; se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba ne ba tagisiwa ke bojalwa jwa kgokafalo ya sone.” Mme a ntsaya a nkisa kwa gare ga naga ke le mo moweng; ka ya ka bona mosadi a pagame sebatana sengwe se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo, se bile se tletse maina a tlhapatso, se le ditlhogo di supa le dinaka di le some.
”E rile morago ga dilo tse ka bona moengele yo mongwe a fologa mo legodimong, a na le taolo e kgolo; mme lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe.
”Mme moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re: “Babilone, motse o mogolo o tlaa piriganngwa jalo ka piriganyo e kgolo, mme ga o ketla o tlhola o bonwa gope.
”Bagolwane ba ba 24, le ditshedi tse nne, ba wela fa fatshe, ba obamela Modimo o o dutseng mo setulong sa bogosi ba re: “Amen! Haleluja!”
”Mme ka bona moengele mongwe a eme mo letsatsing; mme a kua ka lentswe le legolo, a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang fa gare ga loapi lwa legodimo a re: “Tlang lo phuthegele selalelo se segolo sa Modimo;
”Ka bona moengele mongwe a fologa mo legodimong, mme ka seatla a tshotse sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso, le keetane e kgolo. Mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, e e leng Diabolo le Satane, a mo golega kgolego ya dinyaga di le sekete.
”Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba neng ba tshotse megotšana e supa, ba ba rweleng dipetso di supa tsa bofelo; mme a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go bontsha monyadwi, mosadi wa ga Kwana.” Mme a ntsaya ke le mo Moweng, a nkisa mo thabeng e kgolo e e godileng, a mpontsha motse o o boitshepo, Jerusalema, o fologa mo legodimong kwa Modimong.
”A lekanya lorako lwa one, lwa fitlhelwa lo le bogodimo jwa dimetara di le 60 ka fa selekanyong sa motho, ke go re, sa moengele.
”Nna Johane, ke nna ke utlwileng, ka bona dilo tse. Mme e rile ke utlwa ke bona, ka wela fa fatshe ka re ke obamela fa dinaong tsa moengele yo o mpontshitseng dilo tse. Mme a nthaya a re: “O se ka wa ba wa dira jalo; ke motlhanka ka wena, le ka baperofeti ba gaeno, le ka ba ba bolokileng mafoko a lokwalo lo; obamela Modimo.”
”“Nna Jesu ke romile moengele wa me, go tla go lo tlhomamisetsa dilo tse gore e nne tsa diphuthego. Ke nna modi wa ga Dafite, le lotsalo lwa gagwe, naledi e e phatsimang ya moso.”
”