02 – Modimo
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Modimo.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Modimo.
“Ke nna ene Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo o o gone, le o o ntseng o le gone, le o o tlang, e bong Mothatayotlhe.
”Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, one, ka o le Morena wa legodimo, le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di agiwang ka diatla;
”Ga go na sebopiwa sepe se se sa bonatshegeng mo matlhong a one; mme dilo tsotlhe di apogile, di senogile fa pele ga matlho a one o re nang le go dirana nao.
”E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe.
”E rile Aberame a le dinyaga di le 99, Jehofa a bonala kwa go Aberame a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe; sepela fa pele ga me, o se na selabe sa molato.
”Moše a raya Modimo a re: “Bona, e tlaa re ke fitlha mo baneng ba Iseraele ke ba raya ke re: ‘Modimo wa borraeno o nthomile kwano go lona,’ mme ba nthaya ba re: ‘Leina la one ke mang?’ Ke ba reye ke reng?” Modimo wa raya Moše wa re: “KE NTSE YO KE NTSENG;” wa re: “O tlaa bua le bana ba Iseraele jaana o re: ‘KE NTSE o nthomile kwano go lona.’ ” Modimo wa fela wa bua le Moše wa re: “O tlaa raya bana ba Iseraele o re: ‘JEHOFA, Modimo wa borraeno, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o nthomile kwano go lona.’ Le ke lone leina la me ka bosakhutleng; ke lone segopotso sa me go ya mo tshikatshikeng tsotlhe.
”Jehofa ke thata ya me le sefela, o bile o diregile poloka ya me; one ke Modimo wa me, ke tlaa o baka; Modimo wa ga rre, ke tlaa o godisa. Jehofa ke monna wa ntwa; Jehofa ke leina la gagwe.
”Jehofa, letsogo la gago le le siameng le tlotlometse mo thateng, Jehofa, letsogo la gago le legolo le tle le rabanye mmaba.
”Jehofa a feta fa pele ga gagwe, a utlwatsa, a re: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri; o o bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope; o o beletsang bana ba batho tshiamololo ya borraabo, le bana ba bana, go ya go fitlha mo kokomaneng ya boraro le ya bone.”
”“Gonne ga o ketla o obamela modimo ope o sele; gonne Jehofa yo leina la gagwe go tweng, Kelefufa, ke Modimo o o lefufa ruri:
”mme ruri, ruri, jaaka ke tshedile le jaaka lefatshe lotlhe le tlaa tlala kgalalelo ya ga Jehofa:
”Modimo ga se motho yo o ka akang, le gone ga se morwa motho yo o ka ikwatlhayang; kgotsa, a o buile, mme a ga o ketla o se dira? Kgotsa a o ntshitse lentswe, ga o ketla o le tlhomamisa?
”Gonne Jehofa Modimo wa gago ke molelo o o lailang, ke Modimo o o lefufa.
”Ga supediwa wena, gore o itse fa Jehofa e le ene Modimo; ga go na ope o sele kwa ntle ga one. O go utlwisitse lentswe la gagwe le tswa kwa legodimong, gore a tle a go rute; mo lefatsheng o go bontshitse molelo wa gagwe o mogolo; wa utlwa mafoko a gagwe a tswa mo gare ga molelo.
”“A ko o utlwe, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela.
”Ke gone, itse fa Jehofa Modimo wa gago e le ene Modimo, Modimo o boikanngo, o o tlhomamisang kgolagano ya one le boutlwelobotlhoko jwa one, mo go bone ba ba o ratang, le ba ba tshegetsang ditaolo tsa one, go ya le dikokomana di le sekete. Ba ba o ilang, o ba lefele mo matlhong, o ba senye; ga o ketla o nyafalela ene yo o o ilang; o tlaa mo lefela mo matlhong fela.
”Gonne Jehofa Modimo wa lona ke one Modimo wa medimo le Morena wa barena, Modimo o mogolo o o nonofileng, o o boitshegang, o o sa tlhokomeleng bomangmang jwa batho, le fa e le go amogela tuelo.
”Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.
”Modimo wa bosakhutleng ke boago jwa gago mme ka fa tlase ga mabogo a a sa yeng kae, o ne wa leleka, wa kgarametsa mmaba, fa pele ga gago, a ba a re: Senya.
”Ga go ope yo o boitshepo jaaka Jehofa, gonne ga go na ope kwa ntle ga gago; le gone ga go na lefika le le tshwanang jaaka Modimo wa rona.
”“A ruri Modimo o tlaa aga mo lefatsheng? Bona, legodimo le legodimo la magodimo ga le kake la nna bonno jo bo go lekanyeng; bogolo jang ntlo e ke e agileng!
”Jehofa a nna kutlwelo botlhoko kwa go bone, a ba tlhomogela pelo, a ba ngoka ka ntlha ya kgolagano ya gagwe le Aberahame, Isake le Jakobe. A gana go ba senya, mme o ne a ise a ba latlhe fa pele ga gagwe ka lobaka loo.
”A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”“Wena Solomone morwaaka, o itse Modimo wa ga rraago, o o direle ka pelo e e itekanetseng, le ka mogopolo o o tletseng; gonne Jehofa o kheleisa dipelo tsotlhe, o tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa megopolo; fa o mmatla, o tlaa bonwa ke wena; fa o mo tlogela o tlaa go latlha ka bosakhutleng.
”Bogolo ke jwa gago, Jehofa, le thata, le kgalalelo, le phenyo le borena; gonne tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Jehofa, mme o goleditswe o le tlhogo mo godimo ga tsotlhe. Khumo le yone tlotlo di tswa mo go wena, o busa gotlhe fela; mo seatleng sa gago go na le nonofo le bonatla; le go godisa go mo seatleng sa gago, le go abela botlhe thata.
”mme a re: “Jehofa Modimo wa borraetsho, a ga o Modimo kwa legodimong? A ga o molaodi wa magosi otlhe a merafe? Mo seatleng sa gago go thata le nonofo, mme go se na ope yo o ka emang fa pele ga gago.
”Jehofa Modimo wa Iseraele, o tshiamo, gonne re tlogeletswe masalela a a falotseng, jaaka go ntse gompieno, bona, re fa pele ga gago mo molatong wa rona, gonne ga go na ope yo o ka emang fa pele ga gago ka ntlha ya gone mo.”
”“O Jehofa o le wesi; o dirile legodimo, legodimo la magodimo, le bontsi jotlhe jwa one, lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, mawatle le dilo tsotlhe tse di mo go one, o di bolokile tsotlhe fela; lesomosomo la legodimo le a go obamela.
”A o ka lemoga Modimo ka go kheleisa? A o ka lemoga Mothatayotlhe ka botlalo?
”“Ke a itse fa o ka dira dilo tsotlhe, le go re, ga go na boikaelelo bope jwa gago jo bo ka kganelwang.
”Ene yo o dutseng mo magodimong o tlaa tshega; Jehofa o tlaa ba sotla.
”Modimo ke moatlhodi yo o siameng, ee, one ke Modimo o o galefang ka malatsi otlhe.
”Seeleele mo pelong ya sone se rile: “Ga go na Modimo ope.” Ba bodile, ba dirile ditiro tse di maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo. Jehofa o ne a okomela bana ba batho a le kwa legodimong, gore a tle a bone boo go na le bangwe ba ba tlhaloganyang, ba batla Modimo. Ba fapogile botlhe fela; ba leswefetse mmogo; ga go na ope yo o dirang molemo, nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.
”Supa bopelonomi jwa gago jwa lorato jo bo tseanyang wena yo o dibelang ba ba go ikanyang, o ba dibele ka letsogo la gago le legolo mo go ba ba ba tsogologelang.
”Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.
”Jehofa ke modisa wa me; ga nketla ke tlhoka sepe.
”Lentswe la ga Jehofa le nonofile; lentswe la ga Jehofa le tletse borena.
”Jehofa o okomela a le kwa legodimong; o bona bana botlhe ba batho; a le mo felong ga boago jwa gagwe, o ntsha matlho o a digela mo banning ba lefatshe.
”Moikepi o logela mosiami maano, mme o mo šenele meno. Morena o tlaa mo tshega, ka a bona fa letsatsi la gagwe le atamela.
”Gonne Modimo ke Kgosi ya lefatshe lotlhe; lo opele dipako ka tlhaloganyo. Modimo o busa mo merafeng; Modimo o dutse mo setulong sa one se se boitshepo sa bogosi.
”O se ka wa ntatlha, wa ntlosa fa pele ga gago; le mowa wa gago o o boitshepo o se o tlose mo go nna.
”Nkaraba, Jehofa, ka gobo bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo, ka fa bontsing jwa mapelonolo a manana a gago, retologela kwa go nna.
”a go bakwe leina la gagwe le le galalelang ka bosakhutleng; mme a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya gagwe. A go nne jalo, fela jalo.
”Gonne wena, Morena, o molemo, o iketleeditse go itshwarela; o bile o letlotlo la boutlwelobotlhoko mo go botlhe ba ba go bitsang.
”Morena, ga go na ope yo o tshwanang nao mo medimong, le gone ga go na ditiro dipe tse di tshwanang le ditiro tsa gago. Merafe yotlhe e o e dirileng e tlaa tla e obama fa pele ga gago; e tlaa galaletsa leina la gago; gonne o mogolo, mme o dira ditiro tse di gakgamatsang; o Modimo o o osi.
”Mme wena Morena, o Modimo, o o tletseng pelotlhomogi, o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko le boammaaruri.
”Tshiamiso le katlholo ke motheo wa setulo sa gago sa bogosi; boutlwelobotlhoko bo eteletse sefatlhogo sa gago pele bo na le boammaaruri.
”E rile pele, dithaba di ise di tsalwe, le gone e rile o ise o bope lefatshe le lobopo, fela go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng, wa bo o ntse o le Modimo fela.
”Gonne, wena, Jehofa, O mogodimo o mogolo, godimo ga lefatshe lotlhe; o goleleditswe kgakala godimo ga medimo yotlhe.
”Jehofa o a busa; a ditšhaba di rorome; o ntse mo ditšherubeng; a lefatshe le tshikinyege.
”Goletsang Jehofa, Modimo wa rona, mme lo obame kwa thabaneng ya gagwe e e boitshepo; gonne Jehofa Modimo wa rona o boitshepo.
”Gonne Jehofa o molemo; boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng; le boikanngo jwa gagwe mo ditshikatshikeng tsotlhe.
”O sa le o thaya motheo wa lefatshe bogologolo; le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. Tsone di tlaa nyelela, mme wena o tlaa nna fela; ee, tseo tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo; o tlaa di fetola jaaka morepo; mme di tlaa fetoga; mme wena, o ntse o ntse jaaka o ntse fela; dinyaga tsa gago ga di ketla di dira le bokhutlo.
”Jehofa o tletse bopelotlhomogi, mme o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko.
”Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo. Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo.
”Mme boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo ntse fela go tswa bosasimologeng go ya bosaengkae mo go ba ba mmoifang, le tshiamo ya gagwe go ya baneng ba bana; mo go ba ba bolokang kgolagano ya gagwe, le mo go ba ba gakologelwang ditaelo tsa gagwe go di dira. Jehofa o tlhomamisitse setulo sa gagwe sa bogosi mo magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo busa gotlhe fela.
”Baka Jehofa, mowa wa me. Jehofa, Modimo wa me, o mogolo thata! O apere tlotlo le borena. Yo o ikapesang ka lesedi jaaka ka seaparo; yo o ngamolang magodimo jaaka sesiro;
”A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”Jehofa o godimodimo, godimo ga merafe yotlhe, kgalalelo ya gagwe godimo ga magodimo.
”Modimo wa rona o kwa magodimong; o dirile ka fa o ratileng ka gone.
”Sengwe le sengwe se Jehofa o se ratileng o dirile sone fela, kwa legodimong le mo lefatsheng, mo mawatleng le mo mafelong a a boteng otlhe fela.
”A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”A ko lo ntshetseng Morena wa barena malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”Ene yo o dirileng magodimo ka tlhaloganyo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”A ko lo ntshetseng Modimo wa legodimo malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa one bo eme ka bosakhutleng.
”Kana ke ka bo ke ka ya kae ke tlogela mowa wa gago? Kgotsa sebonalo sa gago nka se tshabela kwa kae? Fa ke tlhatlogela kwa legodimong, o bo o le gone; fa ke ala phate ya me mo Bobipong, bona, o bo o le gone fela.
”Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa thata; bogolo jwa gagwe ga bo na phukutso.
”Ke tlaa akanya borena jo bo galalelang jwa tlotlego ya gago, le ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.
”Jehofa o pelotshweu, o tletse pelotlhomogi; o bonya go galefa, mme o na le boutlwelobotlhoko jo bogolo.
”Jehofa o tshiamo mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o pelotshweu mo ditirong tsotlhe tsa gagwe. Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, e bong botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri.
”o o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone; o o tshegetsang boammaaruri ka bosakhutleng; O o diraletsang bapatikwi tshiamiso; o o fang ba ba bolawang ke tlala dijo; Jehofa o golola bagolegwi.
”O bolela palo ya dinaledi, o di raya maina tsotlhe fela. Morena wa rona o mogolo, o senatla mo nonofong; tlhaloganyo ya gagwe ke mo go se nang kankabetso.
”Ke rata bone ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tlaa mpona.
”Matlho a ga Jehofa a mo mafelong otlhe, a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.
”E mang yo o tlhatlogetseng legodimong, a ba a fologa? E mang yo o huparetseng diphefo mo matsweleng a gagwe? E mang yo o bofeletseng metsi mo seaparong sa gagwe? E mang yo o tlhomamisitseng dikhutolo tsotlhe tsa lefatshe? E mang leina la gagwe, le leina la ga morwawe e mang fa o itse?
”Tsena mo lefikeng, o bo o iphitlhe mo loroleng, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe.
”Ba goalana ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Jehofa wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”
”Mme Jehofa wa masomosomo lo itshepise ene; a e nne ene poifo ya lona, mme a e nne ene poborano ya lona.
”Gonne ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: “Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.”
”Mowa wa ga Jehofa o tlaa nna mo go ene, mowa wa botlhale le wa tlhaloganyo, mowa wa kgakololo le wa nonofo, mowa wa kitso le wa go boifa Jehofa.
”Ke gone ka moo Jehofa o tlaa letang, gore a tle a lo tlhomogele pelo, ke gone ka moo o tlaa nanogang gore a tle a nne pelotshweu go lona; gonne Jehofa ke Modimo wa katlholo; go sego botlhe ba ba mo letang.
”Gonne Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Motlhoma molao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona; ene o tlaa re boloka.
”Merafe yotlhe fela e ntse jaaka e seng sepe fa pele ga gagwe; e kaiwa ke ene go re ke mo go seng sepe, e le lefela fela. Foo lo a bo lo ka tshwantsha Modimo le mang? Gongwe setshwantsho ke sefe se lo tlaa bong lo se tshwantsha le one?
”Ke ene yo o dutseng mo go okameng lefatshe, mme banni ba lone ba ntse jaaka ditsiakgope fela; yo o phuthololang magodimo jaaka sesiro, a a tsharolole jaaka mogope o o nnwang.
”A ga o ise o itse? A ga o ise o utlwe? Modimo o o sa khutleng, Jehofa Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe, ga a idibale, ga a lape; tlhaloganyo ya gagwe ga e na go tlhotlhomisiwa gope.
”Ke nna Jehofa; ke lone leina la me; le kgalalelo ya me ga nketla ke e naya o sele, le fa e le pako ya me dithswantsho tse di setilweng.
”“Lona lo basupi ba me,” go bua Jehofa: “o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenketseng; gore lo tle lo itse, lo ntumele, lo bo lo tlhaloganye fa ke le ene; e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo ope, le gone ga go ketla go nna ope morago ga me. Nna e leng nna, ke Jehofa, mme kwa ntle ga me ga go na mmoloki ope.
”Go bua jaana Jehofa, Kgosi ya Iseraele le morekolodi wa gagwe, Jehofa wa masomosomo a re: “Ke nna wa ntlha, ke bile ke wa bofelo, mme kwa ntle ga me ga go na Modimo ope.
”Go bua jaana Jehofa, Morekolodi wa gago, e bile ke ene yo o sa leng a go bopa mo sebopelong: “Ke nna Jehofa yo ke dirang dilo tsotlhe, yo ke phuthololang magodimo ke le nosi; yo ke ritibatsang lefatshe ke le nosi; yo ke nang nae ya bo e le mang?
”gore ba itse ba le kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, fa go se na ope kwa ntle ga me; ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele. Ke bopa lesedi, ke bile ke tlhola lefifi; ke dira kagiso, ke bile ke tlhola bosula; ke nna Jehofa, yo ke dirang dilo tse tsotlhe fela.
”Gonne go bua jaana Jehofa yo o tlhodileng magodimo; ke ene Modimo; o o bopileng lefatshe wa le dira; o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka wa le tlholela lefela, wa le bopela go ungwa; a re: “Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.
”Bolelang, a go ntshiwe; ee, a ba gakololane mmogo, emang yo o supileng selo se e sa le bogologolo tala? Emang yo o se boletseng bogologolo? A ga se nna Jehofa? Mme ga go na Modimo ope o sele fa e se nna. Ke Modimo o o tekatekanyo ke bile ke mmoloki; ga go na ope kwa ntle ga me. Lebang kwa go nna, lo bolokwe lona lotlhe dikhutlo tsa lefatshe; gonne nna ke Modimo, mme ga go na ope o sele.
”Gakologelwang dilo tsa pele tsa bogologolo; gonne ke nna Modimo, mme ga go na ope o sele; ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna. Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe; ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’
”Gonne Modiri wa gago ke ene monna wa gago; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe; le Moitshepi wa Iseraele ke ene Morekolodi wa gago; o tlaa bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe.
”Gonne megopolo ya me ga se megopolo ya lona; le gone mekgwa ya lona ga se mekgwa ya me, go bua Jehofa. Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lefatshe, jalo mekgwa ya me e kwa godimo bogolo go mekgwa ya lona, le megopolo ya me bogolo go megopolo ya lona.
”Gonne go bua jaana Ene yo o godimo, yo o godileng thata, yo o ntseng mo Bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Boitshepo, a re: “Ke agile mo felong ga godimo le ga boitshepo, le gone ke nna le ene yo o mowa o o ngomogileng, o o ikokobeditseng, go rudisa mowa wa ba ba ikokobeditseng, le go rudisa pelo tsa ba ba pelo e e ngomogileng.
”Go bua jaana Jehofa, a re: “Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao; lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang? Le felo ga boikhutso jwa me e tlaa nna gofe?
”Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri; ke ene Modimo o o tshedileng, le Kgosi e e sa khutleng; lefatshe le roroma ka tšararego ya gagwe, le merafe ga e a nonofa go itshokela kgakalo ya gagwe.
”One o dirile lefatshe ka nonofo ya one, o tlhomamisitse lobopo ka botlhale jwa one, o tsharolotse magodimo ka tlhaloganyo ya one.
”“Ke gone ka moo, bonang, ke tlaa ba itsise, ka lobaka lono fela ke tlaa ba itsise seatla sa me le nonofo ya me; mme ba tlaa itse fa leina la me e le Jehofa.
”A mongwe o ka iphitlha mo mafelong a a sa itsiweng ke sa mmone?” go bua Jehofa. “A ga ke a tlala ka legodimo le ka lefatshe?” Go bua Jehofa.
”Jehofa bogologolo o kile a mponalela, a re: “Ee, ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke gone ka moo ke go gogileng ka bopelonomi jwa lorato.
”Ga ba ketla ba tlhola ba ruta mongwe le mongwe wa ga gabo, le mongwe le mongwe ngwana a rraagwe, ba re: ‘Itse Jehofa;’ gonne ba tlaa nkitse botlhe fela, go simolola ka yo mmotlana go ya go yo mogolo mo go bone,” go bua Jehofa; “gonne ke tlaa ba itshwarela boikepo jwa bone, le boleo jwa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.”
”“Ao Jehofa Modimo! bona, o dirile legodimo le lefatshe ka thata e kgolo ya gago, le ka letsogo la gago le le otlologileng; ga go na sepe se se ka go retelelang. Yo o supetsang ba ba makgolokgolo kutlwelobotlhoko, mme boikepo jwa borrabana a bo lefetse mo sehubeng sa bana ba bone morago ga bone. Modimo o mogolo, o o thata, Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe;
”“Bona, ke nna Jehofa Modimo wa batho botlhe; a go na le sengwe se se ka nthetelelang?
”Daniele a bua a re: “A leina la Modimo le bakwe ka bosakhutleng le ka bosaengkae; gonne botlhale ke jwa one le thata. O fetola metlha le dipaka; o tlose dikgosi, o bo o tlhome dikgosi; o neye batlhale botlhale; le kitso o e neye ba ba itseng tlhaloganyo. O senole dilo tse di boteng le tse di sa itsiweng; o itse se se mo lefifing, le lesedi le agile nao.
”“Ke tlaa go ipeelela ka bosakhutleng; ee, ke tlaa go ipeelela ka tshiamo, le ka katlholo, le ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko.
”E bong Jehofa, Modimo wa masomosomo, Jehofa ke segopodiso sa gagwe.
”Gonne, bonang: Ene yo o bopang dithaba, a tlhola phefo, mme a bolelela motho o e leng mogopolo wa gagwe, yo o dirang moso gore o nne lefifi, a gata mafelo a a tlotlometseng a lefatshe; Jehofa, Modimo wa masomosomo, ke leina la gagwe.
”Jehofa ke Modimo o o lefufa, mme o a busolosa; Jehofa o a busolosa, mme o tletse bogale; Jehofa o ipusolosetsa baganetsi ba gagwe, o bolokela baba ba gagwe bogale. Jehofa o bonya go galefa, o mogolo mo nonofong, mme ga a ketla a atlholela yo o molato gope; Jehofa o na le tsela ya gagwe mo setsuatsueng le mo ledimong, mme maru ke lorole lwa dinao tsa gagwe.
”Gonne lefatshe le tlaa tlala kitso ya kgalalelo ya ga Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.
”Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago, e le mothata yo o tlaa bolokang; o tlaa go itumelela ka boitumelo, o tlaa ritibala mo loratong lwa gagwe, o tlaa go dudueletsa ka kopelo.”
”mme nna ke lo raya ke re: Se ikaneng ka gope, le fa e le ka legodimo, ka e le setulo sa Modimo sa bogosi; le fa e le ka lefatshe, ka e le sebeo sa one sa dinao; le fa e le ka Jerusalema, ka e le motse wa Kgosi e kgolo.
”Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.
”Ke gone lo rapele lo re: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe.
”O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)
”E rile ka lobaka loo Jesu a bua a re: “Ke a go leboga Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme wa di senolela banyana ba bannye.
”Mme Jesu a ba leba, a ba raya a re: “Mo bathong golo mo, go retetse; mme mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
”‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, Modimo wa ga Jakobe?’ Modimo ga se Modimo wa baswi, fa e se wa batshedi fela.”
”“E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe. Mme o tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi;
”Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Morwa o o Boitshepo.
”Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go retetse, mme e seng mo Modimong, gonne mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
”Jesu a mo fetola a re: “Ya tlhogo ke e: ‘Utlwa wena Iseraele. Morena Modimo wa rona, o mongwe fela;
”Jesu a mo raya a re: “Ke nna; mme lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, a tla ka maru a legodimo.”
”Jesu a ntse a tletse Mowa o o Boitshepo, a boa kwa Joretane, a nna a tsamaisiwa ke Mowa mo gare ga naga,
”Ke gone lona lo nne kutlwelobotlhoko fela, jaaka Rraalona le ene a le kutlwelobotlhoko.
”Ya re mo lobakeng loo Jesu a itumela ka Mowa o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rra, Morena wa legodimo le lefatshe; ka gobo dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse banyana ba bannye; ee, Rra, gonne go ne go le kgatlhego mo matlhong a gago gore go nne jalo.
”A ba raya a re: “E re fa lo rapela lo re: “ ‘Rra, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle.
”E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo. Ene yoo o ne a le yo mo tshimologong a ntse le Modimo. Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene; mme kwa ntle ga gagwe ga se ka ga dirwa sepe sa tse di dirilweng.
”Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.
”Rara o rata Morwa, mme o tsentse dilo tsotlhe mo seatleng sa gagwe.
”Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.”
”Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang mo go nna, ga a ketla a bolawa ke tlala, le yo o dumelang mo go nna, ga a ketla a nyorwa gope.
”Ke nna senkgwe sa botshelo.
”Ke nna senkgwe se se tshedileng se se fologileng se tswa legodimong; fa motho le fa e le mang a ja senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng; ee, le gone senkgwe se ke tlaa se ntshang ke nama ya me, gore e nne botshelo jwa lefatshe.”
”Jesu a ba a bua nabo a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.”
”Ke nna ke supang ka ga me, mme le Rara yo o nthomileng o a ntshupa.”
”A ba raya a re: “Lona lo tswa kwa tlase; nna ke tswa kwa godimo; lona lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lefatshe leno.
”Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, pele Aberahame a ise a nne, nna ka bo ke ntse ke leyo.”
”“Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku botshelo jwa gagwe.
”Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela;
”Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna. Fa lo ne lo nkitsile, lo ka bo lo itsile le ene Rre; mme go tloga fano lo a mo itse, mme lo mmonye.”
”Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, yo Rara o tlaa mo romang ka leina la me, ene o tlaa lo ruta dilo tsotlhe; o tlaa lo gakolola tsotlhe tse ke di buileng le lona.
”Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.
”Ke gone, e rileng a ba raya a re: “Ke nna,” ba kata ka morago, ba wela fa fatshe.
”Ba rapela ba re: “Morena yo o itseng dipelo tsa batho botlhe, supa yo o mo itshenketseng mo go ba babedi ba.
”“Le fa go ntse jalo, Mogodimodimo ga a age mo matlong a a agilweng ke diatla; jaaka go bua moperofeti a re: “ ‘Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Ana lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang, go bua Morena, kgotsa felo ga me ga boikhutso ke gofe?
”Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, one, ka o le Morena wa legodimo, le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di agiwang ka diatla;
”Gonne bogale jwa Modimo jo bo tswang legodimong, bo senoletswe boikepo jotlhe le tshiamololo, ya ba ba beteletseng boammaaruri mo tshiamololong; gonne se Modimo o nang le go itsiwe ka sone se a bonala mo go bone, ka Modimo o se ba bontshitse. Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato;
”Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela.
”Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
”A boteng jwa khumo, le jwa botlhale, le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa one ga di fopholesege jang, le ditsela tsa one ga di tlhotlhomisege jang! “Gonne ke mang yo o itsileng mogopolo wa Morena? Kgotsa: Ke mang yo o kileng a nna mogakolodi wa gagwe?” “Kgotsa ke mang yo o kileng a mo naya pele, mme o tlaa ba a go busediwa gape?” Gonne dilo tsotlhe di tswa mo go ene, di ntse ka ene, di nnetse ene. A kgalalelo e nne go ene ka metlha e e sa khutleng. Amen.
”gore tumelo ya lona e se ka ya ema mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo nonofong ya Modimo fela.
”Gonne bogosi jwa Modimo ga bo mo puong, bo mo nonofong.
”le fa go ntse jalo mo go rona, go Modimo o le mongwe fela, e bong Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, le rona re nnetse ene; e bile go Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete, yo dilo tsotlhe di emeng ka ene, le rona ka ene.
”Mo o go dirileng mo go Keresete, ka o mo tsosa mo baswing, wa mo dudisa ka fa letsogong la one le legolo mo mannong a selegodimo. Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi, le maina otlhe a a rewang, e seng mo fatsheng leno losi, e leng le mo go le le tlang, mme wa baya dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe. Phuthego ke mmele wa gagwe, botlalo jwa gagwe yo o tlatsang dilo tsotlhe mo go gotlhe fela.
”Mme Modimo, ka o humile boutlwelobotlhoko, le ka ntlha ya lorato lo logolo lwa one, lo o re ratileng ka lone,
”Gonne roo babedi, re na le katamelo ya rona kwa go Rara ka ene, ka Mowa o le mongwe fela.
”Modimo o le mongwe fela, le Rara wa botlhe, yo o godimo ga botlhe, le yo o dirang ka botlhe, le yo o mo go botlhe.
”Lo se ka lwa hutsafatsa Mowa o o Boitshepo wa Modimo, o lo kaneletsweng letsatsi la thekololo ka one.
”Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe; gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.
”Ene yo e leng setshwano sa Modimo o o sa bonweng, e le ene motsalwapele mo lobopong lotlhe; gonne dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng, le fa e ka ne e le manno a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magosana, kgotsa mebuso, dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene; e bile ene o ntse pele ga dilo tsotlhe, dilo tsotlhe di bile di tshwaraganye mo go ene. Ke ene tlhogo ya mmele, e bong phuthego; ene yo e leng tshimologo, le motsalwapele go tswa mo baswing; gore mo dilong tsotlhe, ene a bone boemo jo bo kwa pele. Gonne e ne e le mo go kgatlhileng Rara, gore botlalo jotlhe bo age mo go ene;
”Gone go agile botlalo jotlhe jwa Bomodimo sebele fela mo go ene. E bile lona lo tladitswe mo go ene yo e leng tlhogo ya bogosana jotlhe le nonofo.
”Jaana a Kgosi e e ntseng fela e se na tshimologo, le fa e le bokhutlo e e se keng e swa, e e se keng e bonwa, e e leng Modimo o o osi, e newe tlotlo le kgalalelo ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”yo o nang le bosasweng a le esi, a bile a agile mo leseding le le sa ka keng la atamelwa; yo go seng motho ope yo o kileng a mmona, le gone ope a sa ka ke a mmona; yo tlotlo le thata tse di sa yeng kae di ka kang, tsa nna kwa go ene. Amen.
”Modimo, o e rileng ka o buile le borara mo metlheng ya bogologolo ka baperofeti, ka mafoko mangwe le mangwe, le ka mekgwa mengwe le mengwe, o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene; yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.
”Mme ka ga Morwa one o buile, wa re: “Setulo sa gago sa bogosi, Modimo, se ntse ka bosakhutleng le ka bosaengkae; tsamma ya thokgamo ke yone tsamma ya bogosi jwa gago.
”Ga go na sebopiwa sepe se se sa bonatshegeng mo matlhong a one; mme dilo tsotlhe di apogile, di senogile fa pele ga matlho a one o re nang le go dirana nao.
”gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.
”Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane le wa gompieno, ee, le wa ka bosakhutleng.
”Neo nngwe le nngwe e e molemo, le se se molemo sengwe le sengwe se se tletseng, se tswa kwa godimo, se fologa kwa go Rra masedi, yo go sa ka keng ga nna phetogo mo go ene, le fa e le moriti o o bewang ke go menoga.
”O a dumela fa Modimo o le mongwe fela; o dira sentle; mewa e e maswe le yone e a dumela, mme e tsitsibane fela e rorome.
”yo o ntseng ka fa letsogong le legolo la Modimo, ka a tsenye kwa legodimong; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taolong ya gagwe.
”Gonne a amogela tlotlo le kgalalelo mo Modimong Rara, jale ka go tla mo go ene lentswe le le ntseng jalo, le tswa kgalalelong e e feteletseng le re: “Yo ke Morwaake yo o rategang yo ke kgatlhegang thata mo go ene.”
”E ke yone taetso e re e utlwileng mo go ene, re bile re e lo bolelela gore, Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go one.
”Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato.
”Re a itse, re bile re dumetse lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Modimo o lorato; yo o nnetseng ruri mo loratong, o nnetse ruri mo Modimong, le Modimo o nnetse ruri mo go ene.
”Mowa ke one o o supang, ka Mowa ke one boammaaruri. Gonne go bararo ba ba supang, e bong Mowa le metsi, le madi; mme boo bararo ba supela gongwe.
”Re a itse fa Morwa Modimo a tsile, o bile o re neile tlhaloganyo ya gore re itse ene yo o leng boammaaruri, le gore re mo go ene yo o boammaaruri, e bong mo go Morwa one Jesu Keresete. Yo, ke ene Modimo wa ammaaruri, le botshelo jo bo sa khutleng.
”Modimo o o osi, Mmoloki wa rona, a kgalalelo e nne kwa go one, le borena, le puso, le thata, pele ga metlha yotlhe, le jaana, le ka metlha ya bosaengkae, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen.
”“Ke nna ene Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo o o gone, le o o ntseng o le gone, le o o tlang, e bong Mothatayotlhe.
”“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Saredise, o re: ‘Yo o nang le Mewa e supa ya Modimo, le dinaledi di supa, o bua dilo tse, a re: Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o na le leina la gore o tshedile, mme o sule.
”Ka bonako ka tloga ka tsenwa ke Mowa; mme bonang, ga bo go beilwe setulo sa bogosi mo legodimong, mongwe a bo a dutse mo go sone setulo. Yo o dutseng ya re a bonwa, a fitlhelwa a tshwana le lentswe la jasepere le la saredio; mme ga bo go le motshe wa godimo mo tikologong ya setulo sa bogosi, o o reng o bonwa o bo o fitlhelwa o tshwana le lentswe la emerelete. Mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditulo tsa bogosi di le 24; mme mo ditulong tse, ka bona go dutse bagolwane ba le 24, ba apere diaparo tse ditshweu; ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong. Mo setulong sa bogosi ga bo go tswa dikgadima le mantswe, le ditumo tsa maru. Mme ga bo go le dilampa tsa molelo di supa, di tuka fa pele ga setulo sa bogosi, tse e leng Mewa e supa ya Modimo; mme fa pele ga setulo sa bogosi ga bo go le e kete lewatle la galase, le tshwana le legakwa le lesweu; mme mo gare ga setulo sa bogosi, le mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditshedi di le nne, tse di tletseng matlho ka fa pele le ka fa morago. Setshedi sa ntlha sa bo se tshwana le tau, setshedi sa bobedi se ne se tshwana le namane, mme setshedi sa boraro sa bo se na le sefatlhogo e kete sa motho, setshedi sa bone sa bo se tshwana le ntswi yo motona yo o fofang. Ditshedi tse nne tse, sengwe le sengwe sa bo se le diphuka di thataro, di tletse matlho mo ntlheng tsotlhe le mo teng; mme ga di ikhutse gope motshegare le bosigo, di ntse di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo, Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o ne a ntse a le yo, le yo o le yong, le yo o tlang.” Mme e ne e tle e re ditshedi di isa kgalalelo le tlotlo, le malebogo mo go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, bagolwane ba ba 24 ba wele fa pele ga yo o dutseng mo setulong sa bogosi, ba obamele ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, mme ba latlhele dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”
”Ya re mo gare ga setulo sa bogosi, le fa gare ga ditshedi tse nne, le mo gare ga bagolwane, ka bona Kwana a eme, a ntse jaaka e kete o tlhabilwe, a le dinaka di supa, le matlho a supa, a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e romilweng mo lefatsheng lotlhe.
”Sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong, le se se mo lefatsheng, le se se kwa tlase ga lefatshe, le se se mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, ka di utlwa di re: “Pako, le tlotlo, le kgalalelo le puso, di nne kwa go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana ka bosakhutleng le ka bosaengkae!”
”mme a bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.”
”Ka utlwa e kete lošalaba lwa boidiidi jo bogolo jwa batho, lo bile lo ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, lo bile lo ntse jaaka ditumo tse dikgolo tsa maru lo re: “Haleluja! Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa.
”Mo seaparong sa gagwe le ka fa seropeng sa gagwe, go kwadilwe leina go twe: KGOSI YA DIKGOSI, LE MORENA WA BARENA.
”Ga ke a ka ka bona tempele mo go one, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe, le Kwana, ke tempele ya one. Mme motse ga o batle gore letsatsi le o phatsimele, le fa e le kgwedi; gonne kgalalelo ya Modimo e ne e o bonesa, le lampa ya one ke Kwana.
”Ke nna Alefa le Omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo.
”