03 – Batho

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Batho.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Psalms 139:13-14

Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme. Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.

Galatians 3:28

Ga go ka ke ga nna Mojuta le Mogerika, ga go ka ke ga nna motlhanka le mogololwa, ga go ka ke ga nna monna le mosadi; gonne lotlhe lo motho a le mongwe fela mo go Keresete Jesu.

Genesis 6:11-12

Lefatshe le ne le senyegile fa pele ga Modimo, le ne le tletse thubakano. Modimo wa bona lefatshe, mme bona, le ne le senyegile; gonne batho botlhe ba sentse mekgwa ya bone mo lefatsheng.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 141

Genesis 1:26-30

Modimo wa re: “A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona; le gone a a laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le dikgomo, le lefatshe lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe.” Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi. Modimo wa ba segofatsa; Modimo wa ba raya wa re: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.” Modimo wa re: “Bonang, ke lo neile morogo mongwe le mongwe o o tsalang peo, o o mo lefatsheng lotlhe, le setlhare sengwe le sengwe se se nang le loungo lwa setlhare lo lo ntshang peo; e tlaa nna dijo tsa lona. Le phologolo nngwe le nngwe le dibatana tsa lefatshe, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe se botshelo bo leng mo go sone, ke di neile morogo mongwe le mongwe o motala go nna dijo.” Ga nna jalo.

Genesis 2:7

Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.

Genesis 2:18

Jehofa Modimo a re: “Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi; ke tlaa mo direla thuso e e mo lebanyeng.”

Genesis 2:23-25

Monna a re: “Jaana yo, ke lesapo la marapo a me, le nama ya nama ya me; o tlaa bidiwa Mosadi, ka a ntshitswe mo Monneng.” Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela. Monna le mosadi wa gagwe ba bo ba sa ikatega, ka bobedi jwa bone; ba bo ba se na ditlhong.

Genesis 3:19

O tlaa ja dijo ka mofufutso wa sefatlhogo sa gago go fitlhelela o boele mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.”

Genesis 5:1-2

Lo, ke lone lokwalo lwa ditshika tsa ga Atame. Tsatsing le Modimo o tlhodileng motho ka lone, wa mo dira mo setshwanong sa one Modimo. Wa tlhola nona le tshadi, wa ba segofatsa, wa ba raya leina wa re “Batho” ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone.

Genesis 6:3

Jehofa a re: “Mowa wa me ga o ketla o nna o ganela le motho ka bosenabokhutlo, ka gobo le ene e bile ke nama. Le fa go ntse jalo malatsi a gagwe a tlaa nna dinyaga di le 120.”

Genesis 6:5-6

Mme Jehofa a bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe. Jehofa a ikwatlhaya ka a dirile motho mo lefatsheng, mme ga mo tlhokofatsa pelo.

Genesis 6:11-12

Lefatshe le ne le senyegile fa pele ga Modimo, le ne le tletse thubakano. Modimo wa bona lefatshe, mme bona, le ne le senyegile; gonne batho botlhe ba sentse mekgwa ya bone mo lefatsheng.

Genesis 8:21

Jehofa a dupa monko o o monate, Jehofa a ithaya a re: “Ga nketla ke tlhola ke hutsa mmu gape ka ntlha ya motho, ka gobo go akanya ga pelo ya motho go le bosula go tswa bokaung jwa gagwe; le gone ga nketla ke tlhola ke laila dilo tsotlhe tse di tshelang jaaka ke dirile.

Leviticus 17:11

Gonne botshelo jwa nama ke madi; ke a lo neile mo sebesong go direla mewa ya lona tetlanyo, gonne madi ke one a a dirang tetlanyo ka ntlha ya botshelo.

1 Samuel 2:6

Jehofa o a bolaya, e bile o a tshedisa; o folosetsa mo phupung, e bile o a tlhatlosa.

1 Samuel 16:7

Mme Jehofa a raya Samuele a re: “O se ka wa leba sefatlhogo sa gagwe, le fa e le go gola ga gagwe; gonne ke mo ganna, ka gobo Jehofa ga a bone jaaka motho a bona; gonne motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.”

Job 1:21

mme a re: “Ke dule mo sebopelong sa ga mme ke sa ikatega, ke tlaa boela gone ke sa ikatega; Jehofa o ne a nneile, mme Jehofa o tlositse; a go bakwe leina la ga Jehofa.”

Job 4:18-19

Bona, ga o ikanye batlhanka ba one; le baengele ba one o tle o ba neye molato wa boeleele. Bogolo jang bone ba ba agileng mo matlong a seretse, a motheo wa one o leng mo loroleng, a phatlakanngwa jaaka serurubele.

Job 8:9

(Gonne rona re ba maabane fela, mme ga re itse sepe, gonne malatsi a rona mo lefatsheng ke moriti fela).

Job 10:8-12

Diatla tsa gago di mpopagantse, tsa ntshwatshwaela fela gotlhe; le fa go ntse jalo o a ntshenya. Ke a go rapela, a ko o nkgakologelwe go re o mpopile jaaka letsopa; mme a o tlaa ba o mpusetsa mo loroleng? A ga o a nthela jaaka maši, wa nthemisa jaaka madila a a loileng. O nkapesitse letlalo le nama, o ntshwaragantse ka marapo le mesifa. O nneile botshelo le botsalano, le pabalelo ya gago e tlametse mowa wa me.

Job 12:10

Yo mowa wa sengwe le sengwe se se tshedileng o leng mo seatleng sa gagwe, le mowa wa batho botlhe fela.

Job 14:1-2

“Motho yo o tsetsweng ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduego. O tswa jaaka sethunya, mme a kgaolwe; le gone o tshaba jaaka moriti, mme a se ke a tlhola.

Job 14:5

E re ka malatsi a gagwe a laotswe, le palo ya dikgwedi tsa gagwe e na nao, o bile o mmeetse melelwane ya gagwe e o sa kakeng a e tlola;

Job 15:16

Bogolo jang go sa kake ga nna jalo motho yo o makgapha, yo o bodileng, e le monna yo o nwang boikepo jaaka metsi!

Job 16:22

Gonne e tlaa re dinyaganyana di sena go feta, ke be ke ya tseleng e ke se ketlang ke bowa mo go yone.

Job 25:6

Bogolo jang motho yo e leng seboko, le morwa motho yo e leng seboko fela!”

Job 27:3-4

(Gonne botshelo jwa me bo sa ntse bo itekanetse mo go nna le mowa wa Modimo o mo dinkong tsa me); ruri dipounama tsa me ga di kake tsa bua tshiamololo, le loleme lwa me ga lo ketla lo bua tsietso.

Job 33:4

Mowa wa Modimo o ntirile, go budula ga Mothatayotlhe go a ntshedisa.

Psalms 8:4

kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola?

Psalms 8:5-8

Gonne o mo fokoditse boemo go le gonnye fela mo Modimong, wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo. Wa mo naya taolo mo ditirong tsa diatla tsa gago; o beile dilo tsotlhe tlase ga dinao tsa gagwe; dinku tsotlhe le dikgomo, ee, le tsone ditshedi tsa naga; dinonyane tsa loapi le ditlhapi tsa lewatle, sengwe le sengwe se se ralalang mawatle ka ditsela tsa one.

Psalms 14:1-3

Seeleele mo pelong ya sone se rile: “Ga go na Modimo ope.” Ba bodile, ba dirile ditiro tse di maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo. Jehofa o ne a okomela bana ba batho a le kwa legodimong, gore a tle a bone boo go na le bangwe ba ba tlhaloganyang, ba batla Modimo. Ba fapogile botlhe fela; ba leswefetse mmogo; ga go na ope yo o dirang molemo, nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.

Psalms 24:1-2

Lefatshe ke la ga Jehofa, le botlalo jwa lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone. Ka gobo o le theile mo mawatleng, o le tlhomamisitse mo merwaleleng.

Psalms 33:13-15

Jehofa o okomela a le kwa legodimong; o bona bana botlhe ba batho; a le mo felong ga boago jwa gagwe, o ntsha matlho o a digela mo banning ba lefatshe. E bong ene yo o bopang dipelo tsa bone botlhe, yo o akanyang ditiro tsotlhe tsa bone.

Psalms 39:4-5

“Jehofa, nkitsise bofelelo jwa me, le selekanyo sa malatsi a me, gore ke eng; a nke ke itse gore bomotlhošwana jwa me bo kana ka jwa eng. Bona, o lekantse malatsi a me jaaka dikatlhamo tsa seatla; go tshela ga me go ntse jaaka ga se sepe fa pele ga gago; ruri motho mongwe le monge le a le mo boemong jo bo gaisang, ke lefela gotlhe fela.

Psalms 39:11

E tle e re fa o otlhaela motho boikepo jwa gagwe ka dikgalemo, o tle o nyeletse bontle jwa gagwe jaaka tshwele; ruri motho mongwe le mongwe ke lefela. Sela.

Psalms 51:5

Bona, ke ne ka bopegela mo boikepong; mmé mmè a nkamogelela mo boleong.

Psalms 51:17

Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o phatlogileng; pelo e e phatlogileng, e e ngomogileng ga o ketla o e nyatsa Modimo.

Psalms 53:1-3

Seeleele mo pelong ya sone se rile: “Ga go na Modimo.” Ba bodile, ba dirile boikepo jo bo maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo. Modimo o ne wa okomela bana ba batho o le kwa legodimong, gore o tle o bone bo go na le bangwe ba ba tlhaloganyang, ba senka Modimo. Botlhe fela ba boetse kwa morago; ba atlafetse mmogo; ga go na ope yo o dirang molemo, nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.

Psalms 78:39

Wa ba gakologelwa fa ba le nama fela; ba le phefo e e fetang, mme e se ke e be e boye.

Psalms 89:47-48

A ko o gakologelwe motlha wa me, gore o mokhutshwane jang! Kana bana botlhe ba batho o ba bopetse lefela jang! Ana motho ke ofe yo o tlaa tshelang mme a se ketla a bona loso? Yo o tlaa gololang mowa wa gagwe mo thateng ya Bobipo e mang?

Psalms 90:10

Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata; le fa go ntse jalo, boipelafatso jwa one ke tapiso le bohutsana fela, gonne bo ile ka bofefo, mme re fofele koo.

Psalms 90:12

Jalo o re rute go bala malatsi a rona, gore re tle re itseele pelo ya botlhale.

Psalms 102:11-12

Malatsi a me a tshwana le moriti o o yang go fela; mme ke swabile jaaka bojang. Mme wena, Jehofa, o tlaa nnela ruri ka bosakhutleng; le segopodiso sa gago go ya ditshikatshikeng tsotlhe fela.

Psalms 103:14-16

Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela. Ka ga motho ene, malatsi a gagwe a ntse jaaka bojang fela; jaaka sethunya sa naga, le ene o kgaba fela jalo. Gonne phefo ya se foka, mme se ile; le bonno jwa sone ga bo ketla bo tlhola bo se itse.

Psalms 104:29

O sube sefatlhogo sa gago, mme di huduege; o tlose mowa wa tsone, di swe, di boele loroleng lwa tsone.

Psalms 115:16-17

Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho. Baswi ga ba bake Jehofa, le fa e le ope yo o fologelang mo tuulalong.

Psalms 139:1-4

Jehofa, o mphukuditse, mme o nkitsile. O itse go dula ga me la go nanoga ga me, o tlhaloganyetsa mogopolo wa me kwa kgakala. O hukutsa tselana ya me le go rapama ga me, mme o tlwaetse mekgwa ya me yotlhe fela. Gonne ga go na lefoko lepe mo lolemeng lwa me, fa e se gore, Jehofa o le itse lotlhe fela.

Psalms 139:13-18

Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme. Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle. Popego ya me ga e a ka ya go fitlhegela jale ka ke dirwa mo bosaitsiweng, ka ke bopiwa ka maatlametlo kwa tlasetlase ga lefatshe. Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me, tse di neng di ntse di bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le mororo go ise go nne epe ya tsone. Le gone, Modimo, megopolo ya gago e ratega jang mo go nna! Fa e sopaanye, e a bo e le kgolo jang! Fa nka bo ke e bala, e a bo e le mentsi thata, go feta palo ya mošawa; e a re ke kubuga ke be ke ntse ke na nao fela.

Psalms 144:4

Motho o ntse jaaka lefela fela; malatsi a gagwe a ntse jaaka moriti o o fetelang koo.

Psalms 146:3-4

Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene. Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.

Proverbs 11:20

Ba ba lesoko mo pelong ke difedisa pelo mo go Jehofa, mme ba ba itekanetseng mo tseleng ya bone, ke natefelo ya gagwe.

Proverbs 21:1-2

Pelo ya kgosi e mo seatleng sa ga Jehofa, jaaka meedi ya metsi; o e sokololela kwa o go ratang. Tsela nngwe le nngwe ya motho e siame mo matlhong a gagwe; mme Jehofa o lekanya dipelo bokete.

Proverbs 22:2

Bahumi le bahumanegi ba a kopana, Jehofa ke modiri wa bone botlhe.

Ecclesiastes 5:15

Jaaka a dule mo sebopelong sa ga mmaagwe, o tlaa ba a tloga jaaka a tsile, a sa ikatega, mme a se ketla a tsaya sepe ka ga letsapa la gagwe, se o ka tsamayang ka sone a se tshotse mo seatleng.

Ecclesiastes 7:1

Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone.

Ecclesiastes 7:20

Gonne ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.

Ecclesiastes 8:8

Ga go na motho ope yo o nang le thata mo moweng go kganela mowa; le gone ga a na taolo mo motlheng wa loso; ga go na bofalolo mo ntweng eo; le boikepo ga bo ketla bo golola ene yo o ineetseng mo go jone.

Ecclesiastes 9:3

Se ke bosula mo go tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi, gore botlhe ba bone tirafalelo e le nngwe fela; ee, le gone pelo ya bana ba batho botlhe e tletse bosula, le gone botsenwa bo mo pelong tsa bone ka ba sa ntse ba tshela, mme morago ga moo ba ye mo baswing.

Ecclesiastes 11:5

E re ka o sa itse tsela ya phefo, le fa e le ka fa marapo a golang ka gone mo sebopelong sa yo o moimana; fela jalo ga o itse ditiro tsa Modimo o o dirang gotlhe fela.

Isaiah 40:6-7

Lentswe la mongwe la re: “Goa.” Mme mongwe a re: “Ke tlaa goang?” Nama yotlhe ke bojang; le bontle jotlhe jwa yone bo ntse jaaka sethunya sa naga. Bojang bo tle bo omelele, sethunya se swabe, ka go bo di fokwa ke mowa wa ga Jehofa; ruri batho ke bojang.

Isaiah 42:5

Go bua jaana Modimo, Jehofa, ene yo o tlhodileng magodimo, a a phutholola; yo o ritibaditseng lefatshe le se se tlhogang mo go lone; yo o nayang batho ba ba mo go lone go hema, le ba ba tsamayang mo go lone mowa, a re:

Isaiah 44:24

Go bua jaana Jehofa, Morekolodi wa gago, e bile ke ene yo o sa leng a go bopa mo sebopelong: “Ke nna Jehofa yo ke dirang dilo tsotlhe, yo ke phuthololang magodimo ke le nosi; yo ke ritibatsang lefatshe ke le nosi; yo ke nang nae ya bo e le mang?

Isaiah 51:12

“Ke Nna, e leng Nna, yo ke go gomotsang; wena o mang fa e bo ne ne jaana o boifa motho yo o tlaa swang, le morwa motho yo o tlaa ediwang bojang?

Isaiah 53:6

Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe; mme Jehofa o kokoanyeditse maikepo otlhe a rona mo go ene.

Isaiah 55:8-9

Gonne megopolo ya me ga se megopolo ya lona; le gone mekgwa ya lona ga se mekgwa ya me, go bua Jehofa. Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lefatshe, jalo mekgwa ya me e kwa godimo bogolo go mekgwa ya lona, le megopolo ya me bogolo go megopolo ya lona.

Isaiah 64:6-8

Gonne rotlhe re ntse jaaka motho yo o leswe, le ditshiamo tsotlhe tsa rona di ntse jaaka seaparo se se tsenyeng maswe; mme rotlhe re swaba fela jaaka lekakaba; le maikepo a rona, jaaka phefo, a re tsubulela koo fela. Mme ga go na ope yo o bitsang leina la gago, yo o itlotloanyang gore a go tshware; gonne o re subetse sefatlhogo sa gago, o re nyeleditse ka maikepo a rona. Jaana Jehofa, o rraetsho; rona re letsopa, mme wena o mmopi wa rona; rona rotlhe re tiro ya seatla sa gago.

Jeremiah 1:5

“E rile ke ise ke go bopele mo sebopelong ka bo ke go itse, le o ise o tswe mo sebopelong ka bo ke go itshepisitse; ke go laoletse go nna moperofeti mo merafeng.”

Jeremiah 16:12

mme lona lo dirile bosula bogolo go borraeno; gonne bonang, mongwe le mongwe o sepela ka fa logwading lwa pelo ya gagwe e e bosula, lwa ba lwa tla lwa se ka lwa ntheetsa;

Jeremiah 17:5

Jehofa o bua jaana, a re: “Go hutsegile monna yo o ikanyang motho, a ba a dira nama letsogo la gagwe, le yo pelo ya gagwe e tlogelang Jehofa.

Jeremiah 17:9-10

Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e botlhoko thata; e mang yo o ka e itseng? “Nna Jehofa ke fukutsa pelo, ke leka diphilo, e le go naya motho mongwe le mongwe ka fa mekgweng ya gagwe, le ka fa loungong lwa ditiro tsa gagwe.”

Ezekiel 18:4

Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.

Ezekiel 36:26

Le gone ke tlaa lo naya pelo e ntšha, ke tlaa tsenya mowa o moša mo teng ga lona; ke tlaa tlosa pelo ya sekalentswe mo nameng ya lona, mme ke tlaa lo naya pelo ya senama.

Ezekiel 37:5-6

Morena Modimo o raya marapo jaana, a re: Bonang, ke tlaa tsenya mowa mo go lona, mme lo tlaa tshela. Ke tlaa baya mesifa mo go lona, ke tlaa medisa nama mo go lona, ke lo khurumetsa ka letlalo, ke tsenya mowa mo go lona, mme lo tlaa tshela; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa.”

Matthew 9:36

Ya re a bona matshutitshuti a batho, a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.

Matthew 10:30-31

Mme le e leng meriri tota, ya ditlhogo tsa lona, e badilwe yotlhe fela. Ke gone se boifeng; gonne lo tlhwatlhwa e kgolo bogolo go ya dithaga di le dintsi.

Matthew 12:35

Monna yo o molemo o ntsha dilo tse di molemo mo lohumong lwa gagwe lo lo molemo; motho yo o bosula le ene o ntsha dilo tse di bosula mo lohumong lwa gagwe lo lo bosula.

Matthew 15:18-19

Mme dilo tse di tswang ka molomo di tswa mo pelong; mme tsone tseo di itshekolola motho. Gonne mo pelong go tswa megopolo e e bosula, le dipolao, le dikgokafalo, le boaka, bogodu, le pateletso le dikgalo.

Matthew 19:14

Mme Jesu a re: “Lesang banyana, se ba itseng go tla kwa go nna, gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jaolo.”

Matthew 26:41

Lebelelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”

Mark 7:21-23

Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao, le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo; dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng, mme di itshekolole motho.”

Mark 10:6-9

E sa le ka tshimologo ya tlholego, go twe: ‘O ba bopile nona le tshadi.’ ‘Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela; jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe fela.’ Ke gone, a motho a se kgaoganye tse Modimo o di kopantseng.”

Mark 10:18

Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo.

Luke 6:45

Motho yo o molemo o ntsha se se molemo mo lohumong lo lo molemo lwa pelo ya gagwe; le motho yo o bosula, o ntsha se se bosula mo lohumong lo lo bosula (lwa pelo ya gagwe); gonne go bua ga molomo wa gagwe go tle go tswe mo go se se tletseng mo pelong.

Luke 12:7

Le meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe; ke gone, se boifeng; gonne lo molemo bogolo go dithaga di le dintsi.

John 1:12-13

Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe, e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo.

John 2:24-25

Jesu a se ka a ba ikanya go ba ineela, gonne a itse batho botlhe; gape o ne a sa tlhoke gore ope a supe ka ga motho; gonne ene ka esi a itse se se mo mothong.

John 3:3-7

Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” Nikotemo a mo raya a re: “Motho o ka tsalwa jang a tsofetse? A o ka ba a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme a tsalwa?” Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. O se gakgamale ka gobo ke go reile ka re, lo na le go tsalwa seša.

John 3:16

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.

John 3:19

Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.

John 8:23-24

A ba raya a re: “Lona lo tswa kwa tlase; nna ke tswa kwa godimo; lona lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lefatshe leno. Ke gone ke lo reileng ka re: ‘Lo tlaa swela mo dibeng tsa lona;’ gonne fa lo sa dumele fa ke le ene, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”

Acts 17:25-28

le gone ga o direlwe ke diatla tsa batho, jaaka e kete o tlhoka selo sengwe, e tswa one ka osi o naya botlhe botshelo, le mowa le dilo tsotlhe; o dirile ditšhaba tsotlhe tsa batho, ba tswa mothong a le mongwe fela, go tla ba aga mo lefatsheng lotlhe, ka o tlhomamisitse metlha ya bone e e laotsweng, le melelwane ya maago a bone; gore ba batle Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaape, ba o bone, le fa o se kgakala le mongwe le mongwe wa rona; gonne mo go one re a tshela, mo go one re a tshikinyega, re leyo ka one; jaaka le bangwe bantshi ba dipina ba lona ba buile ba re: ‘Gonne le rona re losika lwa one.’

Romans 1:18

Gonne bogale jwa Modimo jo bo tswang legodimong, bo senoletswe boikepo jotlhe le tshiamololo, ya ba ba beteletseng boammaaruri mo tshiamololong;

Romans 1:22-24

Ya re ka ba ikaya botlhale, ba tswa dieleele fela; kgalalelo ya Modimo o o sa boleng, ba e fetola setshwantsho se se mo tshwanong ya motho yo o bolang, le ya dinonyane, le ya tse di maoto mane, le tse di gagabang. Ke gone ka moo, Modimo o ba lesitseng ba ineela mo masweng, ka fa dithatong tsa pelo tsa bone, ba ba ba tla ba tlotlololana mebele ya bone ka boatla.

Romans 3:4

A go se tualo; ee, bogolo a Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe a le moaki; jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o siamisiwe mo mafokong a gago, le gore o fenye mogang o tlang mo tshekong.”

Romans 3:10-12

jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela; ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo; ba fapogile botlhe, ba tlhobosegile mmogo; ga go ope yo o dirang molemo, le fa e ka bo e le yo mongwe fela.

Romans 3:23

Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo;

Romans 5:12

Ke gone, jaaka boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile;

Romans 6:3-13

Kgotsa a ga lo itse fa rona ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe? Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo. Gonne fa re patagantswe nae ka tshwano ya loso lwa gagwe, re tlaa nna jalo le ka tshwano ya go tsoga ga gagwe; ka re itse mo, gore botho jwa rona jwa bogologolo bo bapotswe nae, gore mmele wa boleo o nyelediwe, le gore re se ka ra tlhola re le mo kgolegong ya boleo; gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo. Fa re kile ra swa le Keresete, re a dumela fa le gone re tlaa tshela nae; ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene. Gonne loso lo o lo suleng, a lo swela ruri gangwe fela ka ga boleo; mme botshelo jo o bo tshedileng, o bo tshelela Modimo. Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu. Ke gone, a boleo bo se laole mo mmeleng wa lona o o nang le go swa, go ba lo tla lwa utlwa dithato tsa lone; le gone lo se ka lwa neela boleo ditokololo tsa lona go nna dilo tse di dirang tshiamololo; mme lo ineele mo Modimong, lo le batshedi ba lo duleng mo baswing, le ditokololo tsa lona, gore e nne dilo tse di dirang tshiamo mo Modimong.

Romans 6:19

Ke bua ka fa mokgweng wa batho, ka ntlha ya thetelelo ya nama ya lona, gonne jaaka lo kile lwa ntsha ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba leswe, le ba boikepo jo bo isang boikepong; go ntse jalo gompieno, ntshang ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba tshiamo e e isang boitshepisong.

Romans 7:5

Gonne e rile re le mo nameng, dithato tsa boleo, tse di neng di ntse ka molao, tsa dira mo ditokololong tsa rona go ungwela loso.

Romans 7:18

Gonne ke a itse fa go sa aga sepe se se molemo mo go nna, ke go re mo nameng ya me; gonne go rata go bo go le mo go nna, mme go dira se se molemo ga go yo.

Romans 7:24

A motho wa mogolo nna! E mang yo o tlaa nkgololang mo mmeleng wa loso lo?

Romans 8:3-9

Gonne se molao o ne o retelelwa ke go se dira, ka gobo o le bokoa ka fa nameng, Modimo wa sekisa boleo mo nameng ka go roma Morwa wa one a le mo tshwanong ya nama e e leofang, a bile a le setlhabelelo sa boleo; gore se molao o se lopang se tle se dirafale mo go rona, ba re sa tsamayeng ka fa nameng, mme e le ka fa Moweng. Gonne ba ba leng ka fa nameng ba tlhokometse dilo tsa nama; mme ba ba ka fa Moweng ba tlhokometse dilo tsa Mowa. Gonne maikutlo a nama ke loso, mme maikutlo a Mowa ke botshelo le kagiso; ka maikutlo a nama e le go nna bobaba le Modimo; gonne ga a laolwe ke molao wa Modimo, le gone go bo go sa ka ke ga nna jalo. Ba ba mo nameng ga ba ka ke ba kgatlha Modimo. Lona, ga lo mo nameng, mme lo mo Moweng; ke raya fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona. Fa motho le fa e le mang a se na Mowa wa ga Keresete, ene ga se wa gagwe ka gope.

Romans 8:13

gonne fa lo tshela ka fa nameng, lo na le go swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka Mowa, lo tlaa tshela.

Romans 9:8

Ke go re, ba e leng bana ba nama, ga se go re ke bone bana ba Modimo; mme bana ba polelo ya tsholofetso ke bone ba ba kaiwang losika.

Romans 13:14

Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.

1 Corinthians 2:14

Jaana yo e leng motho wa tlholego, ga a amogele dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne ke dinyana mo go ene; mme ga a ka ke a di itse, ka di sekasekwa ka fa mokgweng wa semowa.

1 Corinthians 3:16-17

A ga lo itse fa lo le tempele ya Modimo, le gone fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona? Fa motho le fa e le mang a senya tempele ya Modimo, le ene Modimo o tlaa mo senya; gonne tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yone.

1 Corinthians 6:19-20

Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona; gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa, ke gone galaletsang Modimo mo mmeleng wa lona.

1 Corinthians 15:21-22

Gonne e re ka loso lo tsile ka motho, go tsoga ga baswi le gone go tsile ka motho. Gonne jaaka botlhe ba swa ka Atame, go ntse jalo, botlhe ba tlaa tshedisiwa ka Keresete.

1 Corinthians 15:39

Nama yotlhe ga e tshwane; mme go nama e nngwe ya batho, e nngwe nama ya phologolo, e nngwe nama ya dinonyane, e nngwe nama ya ditlhapi.

1 Corinthians 15:42-50

Go tsoga ga baswi le gone go ntse jalo. Go jalwa e le mo go bolang, go tsosiwe e le mo go sa boleng. Go jalwa e le mo go tlotlologileng; go tsosiwe go le mo kgalalelong; go jalwa go le bokoa; go tsosiwe go le thata. Go jalwa e le mmele wa tlholego; go tsosiwe e le mmele wa semowa. E re fa go na le mmele wa tlholego, wa semowa le one o teng. Le gone go kwadilwe jalo ga twe: “Motho wa pele, e bong Atame, a dirwa motho yo o tshedileng.” Atame wa morago a dirwa mowa o o tshedisang. Le fa go ntse jalo sa pele e ne e se sa semowa, fa e se sa tlholego fela; mme sa semowa sa tla kwa morago. Motho wa pele ke wa mmu, wa selefatshe; motho wa bobedi ke wa legodimo. Jaaka wa selefatshe a ntse, ba ba leng ba selefatshe le bone ba ntse jalo; jaaka wa selegodimo a ntse, ba ba leng ba selegodimo le bone ba ntse jalo. Jaaka re ne re ntse mo tshwanong ya wa selefatshe, re tlaa nna jalo mo tshwanong ya wa selegodimo. Jaana, bagaetsho, ke bua lefoko le, ka re, nama le madi ke dilo tse di sa ka keng tsa rua bogosi jwa Modimo; le gone go bola ga go ka ke ga rua bosaboleng.

2 Corinthians 4:16

Ke gone ga re ngodiege. Le fa motho wa rona wa ka fa ntle a onala, le fa go ntse jalo motho wa rona wa ka fa teng o a ba a ntse a šafadiwa ka letsatsi le letsatsi;

2 Corinthians 5:1-4

Gonne re a itse gore, fa ntlo ya rona ya selefatshe ya motlaagana e rutlologa, re na le kago e e tswang Modimong, ntlo e e sa agwang ka diatla, e le ya bosaengkae, kwa magodimong. Gonne ruri mo go e, re a fegelwa, re tlhologelelwa go apesiwa boago jwa rona jo bo tswang legodimong; gore e tle e re fa re apesitswe, re se ka ra fitlhelwa re sa ikatega. Gonne ruri rona ba re mo motlaaganeng o re a fegelwa, ka re imelesegile e seng gore re rata ra bo re sa apara, fa e se gore re rata ra bo re apere, gore se se swang se tle se mediwe ke botshelo.

2 Corinthians 7:1

Baratwa, e re ka re na le dipolelo tse tsa tsholofetso, a re itshekiseng mo maitshekologong otlhe, a nama le a mowa, re itekaneditse boitshepo mo go boifeng Modimo.

Galatians 3:28

Ga go ka ke ga nna Mojuta le Mogerika, ga go ka ke ga nna motlhanka le mogololwa, ga go ka ke ga nna monna le mosadi; gonne lotlhe lo motho a le mongwe fela mo go Keresete Jesu.

Galatians 5:16-17

Ka re, sepelang ka Mowa, mme ga lo ketla lo dirafatsa thato ya nama. Gonne dithato tsa nama di tlhabana le Mowa, le Mowa o tlhabana le nama; gonne dilo tse di a tlhabana; e le gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang fela.

Galatians 5:24

Mme ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama, le dikgotelo le dithato tsa yone.

Galatians 6:8

Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.

Ephesians 2:3

Le rona rotlhe re kile ra tshela nabo mo dithatong tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama le tsa megopolo, mme mo tlholegong ya rona re le bana ba re tshwanetseng bogale, fela jaaka ba bangwe.

Ephesians 4:18

Ka ba fifaditswe mo tlhaloganyong ya bone, ba le baeng ba sa itse botshelo jwa Modimo ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone, ka go kgwaralala ga dipelo tsa bone,

Philippians 1:21

Gonne mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo.

Philippians 3:3

Gonne bogwera ke rona ba re obamang ka Mowa wa Modimo, re ipelafatsa ka Keresete Jesu, re bile re se na boikanyo bope mo nameng.

Philippians 3:18-21

Gonne batho bantsi ba sepela e le baba ba mokgoro wa ga Keresete, e le ba ke ba lo boleletseng gantsi, mme gompieno ke lo bolelela fela ka go lela; ke ba bokhutlo jwa bone e leng tatlhego, ke ba modimo wa bone e leng mpa fela, le ba boipelafatso jwa bone e leng ditiro tsa bone, ke ba ba tlhokometseng dilo tsa selefatshe. Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete; yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

Colossians 2:8

Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.

Colossians 3:11

mo go sa ka keng ga dira le Bogerika le Bojuta gone, bogwera le bokgola, botho seeng le Bosethia, botlhanka le bongwana jwa motse; mme Keresete ke ene bojotlhe, o bile o mo go botlhe fela.

1 Thessalonians 5:23

A Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe fela; go le mewa ya lona, le dipelo tsa lona, le mebele ya lona, a go bolokwe go le mmogo, le ka go tlhoka molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete.

1 Timothy 6:7

gonne ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe;

2 Timothy 1:7

Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa bogatlapa, fa e se wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng fela.

2 Timothy 3:2-5

Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo.

Titus 1:15-16

Mo go ba ba itshekileng, dilo tsotlhe di itshekile; mme mo go ba ba leswe, le ba ba sa dumeleng, ga go sepe se se itshekileng; mme go le tlhaloganyo ya bone e leswe, le segakolodi sa bone se leswe. Ba re ba itse Modimo; mme ba o itatole ka ditiro tsa bone, ka ba le makgapha, ba le kgopo, ba tlhobosegile ka ga tiro nngwe le nngwe e e molemo.

Hebrews 2:6-8

Mongwe o boletse golo gongwe a re: “Kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola? Wa mo fokoletsa boemo go le gonnye fela mo baengeleng; wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo, wa mo naya taolo mo ditirong tsa diatla tsa gago. Wa baya dilo tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe, di le mo taolong.” Gonne e re ka o ne o baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, ga o a ka wa sadisa sepe se se seng mo taolong ya gagwe. Mme gompieno ga re ise re bone dilo tsotlhe fa di beilwe mo taolong ya gagwe.

Hebrews 2:14-15

E re ka bana ba tlhakanetse nama le madi, le ene ka esi a itlhakanya natso jalo; gore e tle e re ka loso a nyeletse ene yo o ne a na le nonofo ya loso, e bong diabolo; le gore a golole bone botlhe, ba e rileng ka poifo ya loso ba bo ba ntse ba le mo kgolegong, mo botshelong jotlhe jwa bone.

Hebrews 4:12-13

Gonne lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go feta ditšhaka tsotlhe tse di magale mabedi, mme le tlhabe le ye go kgaoganya pelo le mowa, ditokololo le moko, le bofefo go lemoga megopolo le maikaelelo a pelo. Ga go na sebopiwa sepe se se sa bonatshegeng mo matlhong a one; mme dilo tsotlhe di apogile, di senogile fa pele ga matlho a one o re nang le go dirana nao.

Hebrews 9:27

Mme e re ka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, kwa morago go bo go tla tsheko,

James 1:14-16

Motho mongwe le mongwe o a raelwa fa a faposiwa ke e e leng thato ya gagwe, mme a fepisiwa. Foo thato, e re e sena go emera, e tsale boleo; mme boleo jo, bo re bo sena go gola, bo tsale loso. Lo se ka lwa tsietsega, bagaetsho ba ba rategang.

James 2:26

Gonne jaaka mmele fa o se na mowa, o sule; go ntse fela jalo, tumelo fa e tlhalanye le ditiro e sule.

James 4:13-14

Helang tlheng, lona ba lo tleng lo bue lo re: “Gompieno, kgotsa ka moso, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa dika ngwaga teng, re reka, re ipapalela.” Le mororo lo sa itse se se tlaa dirafalang ka moso. Ana botshelo jwa lona e be e le eng? Gonne lo mouwane fela, o o tleng o bonale ka lobakanyana, mme o tloge o kaologele koo.

1 Peter 1:24

Gonne ga twe: “Nama yotlhe ke bojang, le go kgaba gotlhe ga yone go etsa sethunya sa bojang. Bojang bo a swaba, sethunya se we;

1 Peter 2:11

Bagaetsho, ke a lo rapela jaaka bajaki ba baeti, ka re, lo ithibe mo dithatong tsa senama tse di tlhabanang le mowa wa motho;

1 John 2:15-17

Se rateng lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga lo yo mo go ene. Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo, ga se ga Rara, ke ga lefatshe. Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.

1 John 3:1

Bonang ka fa lorato lo ntseng ka teng lo Rara o re ratileng ka lone, fa e bo ne ne fano re bidiwa bana ba Modimo; mme re ntse fela jalo. Lefatshe ga le re itse, ka ntlha ya gobo le ene ga le a ka la mo itse.

Jude 1:23

Bangwe lo ba boloke, ka go ba swatola mo molelong; bangwe lo ba utlwele botlhoko ka poifo, lo ntse lo ila le se e leng seaparo se se mathegetsweng ke leswe la senama.

Revelation 1:7

Bonang, o etla a le mo marung; matlho otlhe a tlaa mmona, le ba ba mo tlhabileng; le ditso tsotlhe tsa lefatshe di tlaa mo leba di lela. Fela jalo, Amen.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net