06 – Dihele

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Dihele.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Revelation 20:13-15

Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso lwa ntsha baswi ba ba mo go lone, le Bobipo jalo; ba atlholwa botlhe ka fa ditirong tsa bone. Loso lwa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, le Bobipo jalo. Lo ke lone loso lwa bobedi, e bong bodiba jwa molelo. Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, o ne a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.

Hebrews 10:26-27

Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe. Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi.

Matthew 13:49-50

Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng, ba ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 123

Exodus 32:33-34

Jehofa a raya Moše a re: “Le fa e le mang yo o nteofetseng, ke ene ke tlaa mo phimolang mo lokwalong lwa me. Jaanong tsamaya, o gogele batho ba me kwa ke buileng nao ka ga gone; bona, moengele wa me o tlaa go etelela pele; e tlaa re mo tsatsing le ke lekolang ka lone, ke tlaa ba betsa ka boleo jwa bone.”

Deuteronomy 29:20

Jehofa ga a ketla a mo itshwarela, foo bogale jwa ga Jehofa, le lefufa la gagwe, di tlaa kuela motho yoo mosi; le phutso yotlhe e e kwadilweng mo lokwalong lo, e tlaa mo lala godimo, mme Jehofa o tlaa phimolela ruri leina la gagwe fa tlase ga legodimo.

Deuteronomy 32:22

Gonne molelo o tshubilwe mo bogaleng jwa me, o fisetsa kwa moleteng o o kwa tengteng, o laila lefatshe le totafalo ya lone, o tshuba metheo ya dithaba.

Job 7:9

Jaka leru le tle le nyelele, mme le kaologele koo, go ntse jalo, le ene yo o fologelang mo Bobipong ga a ketla a tlhola a tlhatloga.

Job 21:30

Go re motho yo o bosula o rekegelelwa letsatsi la tatlhego, le go re ba gogelwa koo kwa letsatsing la botšarara?

Psalms 9:17

Baikepi ba tlaa boela Bobipong, e bong merafe yotlhe e e lebalang Modimo.

Psalms 16:10

Gonne ga o ketla o tlogelela Bobipo mowa wa me; le gone ga o ketla o lesa moitshepi wa gago a bona go bola.

Psalms 18:5

Dikgole tsa Bobipo di ne di ntharile; dirai tsa loso tsa nkwela.

Psalms 21:8-9

Letsogo la gago le tlaa phoroma baba botlhe ba gago; letsogo la gago le legolo le tlaa phoroma ba ba go ilang. O tlaa ba dira jaaka leiso la mouba le le molelolelo mo motlheng wa bogale jwa gago. Jehofa o tlaa ba kometsa mo tšhakgalong ya gagwe, mme molelo o tlaa ba laila o ba nyeletsa.

Psalms 55:15

A ba welwe ke loso ka tshoganetso, a ba fologele mo moleteng ba sa ntse ba utlwa; gonne boikepo bo mo boagong jwa bone mo gare ga bone.

Psalms 69:28

A ba phimolwe mo lokwalong lwa botshelo, ba se ka ba kwalwa le basiami.

Psalms 81:15

Baidi ba ga Jehofa ba ne ba tlaa ineela mo go ene; mme lobaka lwa bone lo ne lo tlaa nna ka bosakhutleng.

Psalms 86:13

Gonne boutlwelobotlhoko jwa gago bo bogolo kwa go nna; mme o swatotse mowa wa me mo moleteng o o kwa tengteng.

Psalms 92:6-7

Motho yo o seeleele ga a itse; le gone lesilo ga le tlhaloganye mo, go re, e re baikepi ba tswetswena jaaka bojang, le badira tshiamolo botlhe ba kgaba; e be e le gore ba nyelelediwe ruri.

Psalms 107:10-11

Ba ba neng ba dutse mo lefifing le mo moriting wa loso, ba bofetswe mo patikong le mo tshiping; e le ka gonne ba rukhutlhetse mafoko a Modimo, ba tswitla kgakololo ya Mogodimodimo;

Psalms 145:20

Jehofa o boloka botlhe ba ba mo ratang; mme baikepi botlhe o tlaa ba senya.

Proverbs 9:18

Mme monna yo a sa itse fa baswi ba gone; le go re ba o ba laleditseng ba mo matennyeng a Bobipo.

Proverbs 15:11

Bobipo le Bosenyegelo ke dilo tse di senogileng fa pele ga Jehofa, mme dipelo tsa batho tsone bogolo jang!

Proverbs 15:24

Mo go ba ba tlhalefileng tsela ya botshelo e tlhatlogela kwa godimo, gore ba tlogelele Bobipo kwa tlase.

Proverbs 23:13-14

O se ka wa gana ka kwatlhao mo ngwaneng, gonne fa o mmetsa ka thupa ga a ketla a a swa. Mmetse ka thupa, mme o tlaa golola mowa wa gagwe mo Bobipong.

Proverbs 27:20

Bobipo le Bosenyegelo ga di ke di kgora gope, le matlho a motho ga a ke a kgora gope.

Ecclesiastes 12:13-14

Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.

Isaiah 10:17-18

Lesedi la Iseraele e tlaa nna lone molelo, le Moitshepi wa gagwe o tlaa nna one kgabo; o tlaa fisa o laila lokhi lwa gagwe le lorwana lwa gagwe ka letsatsi le le lengwe fela. O tlaa laila kgalalelo ya sekgwa sa gagwe, le ya leota la gagwe le le ungwang, mowa le mmele; mme go tlaa nna jaaka fa motsholamokgele a idibala.

Isaiah 11:3-4

Go thama ga gagwe go tlaa nna mo go boifeng Jehofa; ga a ketla a atlhola ka fa ponong ya matlho a gagwe, le fa e le go kgalema ka fa kutlong ya ditsebe tsa gagwe. O tlaa atlholela bahumanegi ka tshiamo, a kgalemelele bakgobaladi ba lefatshe ka tekatekanyo; mme o tlaa itaya lefatshe ka thupa ya molomo wa gagwe, a bolaya baikepi ka mowa wa dipounama tsa gagwe.

Isaiah 13:6-11

Bokolelang; gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi; le tlaa tla jaaka tshenyego e e tswang mo go Mothataotlhe. Ke gone ka moo diatla tsotlhe di tlaa repang, le pelo nngwe le nngwe e tlaa nyema. Ba tlaa rerega; metlotsedi e tlaa ba tshwara le mahutsana; ba tlaa nna mo botlhokong jaaka mosadi yo o belegang; ba tlaa gakgamalelana fela; difatlhogo tsa bone di tlaa nna difatlhogo tsa kgabo ya molelo. Bonang letsatsi la ga Jehofa le etla, la bolalome, ka tšhakgalo le bogale jo bo tukang, go dira lefatshe tshwafalo, le go senyetsa ruri baleofi ba ba mo go lone. Gonne dinaledi tsa legodimo le dinaletsana tsa lone ga di ketla di ntsha lesedi la tsone; letsatsi le tlaa tlhatloga le fifetse, le kgwedi ga e ketla e phatsimisa lesedi la yone. Lefatshe ke tlaa le beletsa bosula jwa bone, le baikepi boikepo jwa bone; ke tlaa khutlisa boikgantsho jwa ba ba bopelompe, ke tlaa isa tlase boipego jwa ba ba boitshegang.

Isaiah 13:13

Ke gone ka moo ke tlaa roromisang magodimo, lefatshe le tlaa kutumisiwa le tswa mo felong ga lone, ka tšhakgalo ya ga Jehofa wa masomosomo, le mo letsatsing la bogale jwa gagwe jo bo tukang.

Isaiah 14:9-11

“Bobipo kwa tlase o tsebeetsegela go ya go kgatlhantsha go tla ga gago; o go tsosetsa baswi, e bong ditlhogo tsotlhe tsa lefatshe; o nanotse dikgosi tsotlhe tsa merafe mo ditulong tsa tsone tsa bogosi. Botlhe bao ba tlaa bua nao ba re: ‘A e ntse jaana le wena o koafetse jaaka rona? A o semegile go tshwana le rona?’ Boitlotlomatso jwa gago bo foloseditswe mo Bobipong, le modumo wa diletso tsa gago; seboko se adilwe tlase ga gago, dibokwana di a go hupetsa.

Isaiah 14:12-15

“A bo o kile wa wa kwa legodimong, wena naledi ya masa! Morwa phepafalo ya bosa! A bo o kile wa remelwa fa fatshe, wena yo o kileng wa namalatsa merafe fa fatshe! Mme wa bo o ne o itheile mo pelong ya gago, wa re, o tlaa tlhatlogela kwa legodimong, o tlaa goleletsa setulo sa gago sa bogosi godimo ga dinaledi tsa Modimo; o tlaa dula mo thabeng ya bophuthegelo, kwa dikhutlong tsa lefatshe, ntlheng ya botsheka. Wa re o tlaa tlhatlogela godimo ga bogodimo jwa maru, o tlaa tshwana le Mogodimodimo. Le fa go ntse jalo o tlaa folosediwa mo Bobipong, kwa dikhutlong tsa molete.

Isaiah 26:14

Bone ba sule, ga ba ketla ba tshela; ba nyeletse, ga ba ketla ba tsoga; ke gone ka moo o ba kgopholotseng wa ba senya, mme wa dira gore go ba gakologelwa go nyelelele ruri.

Isaiah 26:21

Gonne, bonang, Jehofa o tswa mo felong ga gagwe, a tswela go beletsa banni ba lefatshe boikepo jwa bone; lefatshe le lone le tlaa senola madi a lone, mme ga le ketla le tlhola le bipa babolaiwa ba lone.

Isaiah 34:10

Ga go ketla go tingwa bosigo le motshegare; mosi wa teng o tlaa kuelela ka bosakhutleng; go tlaa namalala go kgakgabetse go ya ditshikatshikeng; ope ga a ketla a go ralala ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Isaiah 38:18

Gonne phupu ga e kake ya go baka, loso ga lo kake lwa go jela moopelane; ba ba fologelang mo moleteng ga ba kake ba solofela boammaaruri jwa gago.

Isaiah 66:15-16

Gonne bonang, Jehofa o tlaa tla ka molelo, le dikara tsa gagwe di tlaa nna jaaka sefefo; a tla go ntsha bogale jwa gagwe ka tšarologo, le kgalemo ya gagwe ka dikgabo tsa molelo. Gonne Jehofa o tlaa emela kgang ka molelo le ka tšhaka ya gagwe, o tlaa bua le nama yotlhe; mme bagaidiwi ba ga Jehofa ba tlaa nna bantsi.

Isaiah 66:24

“Ba tlaa tsamaela kwa ntle ba ya go bona ditoto tsa batho ba ba dirileng ditlolo fa pele ga me; gonne seboko sa bone ga se ketla se swa. Le gone molelo wa bone ga o ketla o tingwa; mme ba tlaa nna se se tsitlisang marapo mo bathong botlhe fela.”

Ezekiel 18:4

Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.

Daniel 7:11

“Ka leba ka lobaka loo ka ntlha ya lentswe la mafoko a magolo a lonaka lo a buang; ka nna ka leba fela ga tsamaya setshedi seo sa bolawa, le setoto sa sone sa senngwa, sa neelwa molelo go fisiwa.

Daniel 7:25-26

E tlaa bua mafoko a a nyatsang Mogodimodimo, e tlaa lapisetsa ruri baitshepi ba Mogodimodimo; e tlaa solofela go fetola metlha le molao; mme ba tlaa tsenngwa mo seatleng sa yone go ba go tla ga feta motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha. “ ‘Tsheko e tlaa dula, mme ba tlaa e tlosetsa puso, go e nyeletsa le go e senya go ya kwa bokhutlong.

Daniel 12:2

Le bantsi mo go bone ba ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe ba tlaa kubuga, bangwe ba tlaa kubugela botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe ba kubugela ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng.

Malachi 4:1

“Gonne motlha o etla, o tuka jaaka leiso la boubelo; botlhe ba ba bokaka, le botlhe ba ba dirang boikepo ba tlaa nna dirine; motlha o o tlang o tlaa ba laila,” go bua Jehofa wa masomosomo, “ga o ketla o ba tlogelela le fa e le motswe kgotsa kala.

Matthew 3:7

Mme e rile a bona Bafarisai ba le bantsi le Basadukai ba tla kolobetsong ya gagwe, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang?

Matthew 3:10

Le jaana fela selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo, se a rengwa, se latlhelwa mo molelong.

Matthew 3:12

yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”

Matthew 5:21-22

“Lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya motho; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla bo a na le go sekisiwa;’ mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo.

Matthew 5:29-30

Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng. Fa seatla sa gago se segolo se go kgopisa, o se kgaole, o se latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.

Matthew 7:13-14

“Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.

Matthew 7:19-20

Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. Ke gone lo tlaa ba itse ka loungo lwa bone.

Matthew 7:21-23

“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’

Matthew 8:12

mme bana ba bogosi ba tlaa lelekelwa kwa lefifing le le kwa ntle; go tlaa nna selelo le go huranya meno teng.”

Matthew 10:28

Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng.

Matthew 12:35-37

Monna yo o molemo o ntsha dilo tse di molemo mo lohumong lwa gagwe lo lo molemo; motho yo o bosula le ene o ntsha dilo tse di bosula mo lohumong lwa gagwe lo lo bosula. “Mme ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tlaa le buang, ba tlaa le bodiwa mo motlheng wa tsheko. Gonne o tlaa atlholelwa ka mafoko a gago, le ka mafoko a gago o tlaa sekisiwa.”

Matthew 13:38-42

tshimo ke lefatshe; peo e e molemo yone ke bana ba bogosi; mme mohoka ke bana ba yo o bosula; mmaba yo o ba jadileng ke diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele. Ke gone jaaka mohoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo; go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe. Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang; mme ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

Matthew 13:49-50

Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng, ba ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

Matthew 16:18

Le nna ke go raya ke re: O Petere, mme ke tlaa aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dinonofo tsa Bobipo ga di ketla di e fenya.

Matthew 16:26-27

Gonne motho o tlaa bo a ka thusega eng, le fa a ka fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Kgotsa, se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng? Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.

Matthew 18:3

Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, fa lo sa sokologe, lwa nna jaaka banyana, ga lo ketla lo tsena mo bogosing jwa legodimo ka gope.

Matthew 18:6

“Le fa e le mang yo o tlaa kgopisang mongwe wa ba babotlana ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, a ba a thabuediwa mo matenyeng a lewatle.

Matthew 18:8-9

“Fa seatla sa gago, kgotsa lonao lwa gago di go kgopisa, o di kgaole o di latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole kgotsa setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng o le diatla tsoo pedi kgotsa dinao tsoo pedi. Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo o le matlho oo mabedi.

Matthew 22:11-13

“E rile kgosi e tsena e tla go bona balalediwa, ya bona motho teng yo o sa aparang seaparo sa nyalo. Mme ya mo raya ya re: ‘Tsala, o tsenye jang fano o se na seaparo sa nyalo?’ Mme a tlhoka se o se buang. Foo kgosi ya raya batlhanka ya re: ‘Mmofeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle, kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno gone.’

Matthew 23:33

Dinoga ke lona, le lotsalo lwa dišaušawane, lo tlaa falola jang mo tshekisong ya molete?

Matthew 24:51

Mme o tlaa mo seola mo gogolo, a ba a mo laolela bonno le baitimokanyi; go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno teng.

Matthew 25:10-12

Mme ya re a sa ntse a ile go reka, monyadi a tla; mme a a iketleeditseng a tsena nae mo modirong wa nyalo; mme mojako wa tswalwa. “Morago ga tla makgarebane a mangwe a re: ‘Morena, Morena, re bulele.’ Mme a ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, ga ke lo itse.’

Matthew 25:30

Motlhanka yo o se nang molemo, lo mo kgoromeletse kwa lefifing le le kwa ntlentle: go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.’

Matthew 25:31-33

“E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe. Mme o tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi; dinku o tlaa di baya ka fa letsogong le legolo, mme dipodi ka fa go la molema.

Matthew 25:41-46

“Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme ga lo a ka lwa mpha dijo; ka nyorwa, mme lwa se ka lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa se ka lwa ntshola; ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme ga lo a ka lwa ntirela.’ “Foo le bone ba tlaa mo fetola ba re: ‘Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, kgotsa lenyora, kgotsa o le moeng, kgotsa o sa apara, kgotsa o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra se ka ra go direla?’ Foo o tlaa ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, e re ka lo se ka lwa go direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa go ntirela.’ Mme bao ba tlaa ya mo petsong e e sa khutleng; mme basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”

Mark 3:29

Mme le fa e le mang yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo, ga a na go itshwarelwa gope, o molato wa boleo jo bo se nang bokhutlo.”

Mark 8:36-37

Gonne go ka thusa motho eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Motho o ka ntsha eng, a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe?

Mark 9:42-48

“Mme le fa e le mang yo o tlaa kgopang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng. Fa seatla sa gago se go kgopa, o se kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole, bogolo go go tsena o le diatla tsoo pedi mo moleteng, mo molelong o o sa ka keng wa tingwa; (kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.) Mme fa lonao lwa gago lo go kgopa, o lo kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le setlhotsa, bogolo go go latlhelwa o le dinao tsoo pedi mo moleteng. (Kwa seboko sa bone se sa sweng teng le kwa molelo o sa tingweng teng.) Fa leitlho la gago le go kgopa, o le gonye; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo bogosing jwa Modimo o le moitlho, bogolo go go latlhelwa o le matlho mabedi mo moleteng. Kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.

Mark 16:16

Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa.

Luke 3:17

yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla; mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe, a ba a phuthela mabele mo ntlong ya polokelo; o tlaa tshuba mmoko ka molelo o o sa timeng.”

Luke 8:30-31

Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago e mang?” A re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye mewa e e maswe e le mentsi mo go ene. Mme ya mo rapela gore a se e laolele go ya kwa moleteng o o se nang bolekanyetso.

Luke 9:25

Gonne motho o a ba a ka thusega eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme ene ka sebele sa gagwe a itimetsa, kgotsa a itatlha?

Luke 10:15-16

Wena Kaperenaume, a o golelediwa legodimong? O tlaa folosediwa mo Bobipong. Yo o utlwang lona, o utlwa nna; yo o ganang lona, o gana nna; mme yo o ganang nna o gana ene yo o nthomileng.”

Luke 12:5

Ke tlaa lo tlhagisa ka ga yo lo tlaa mmoifang; ka re: Boifang ene yo e tlaa reng a sena go bolaya, a bile a na le thata go latlhela mo moleteng, ee, ke a lo raya, boifang ene.

Luke 13:3

Ke a lo raya, nnyaa; fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tlaa nyelela fela jalo.

Luke 13:23-28

Mongwe a mo raya a re: “Morena, ba ba bolokwang a ba ba botlana?” Mme a ba raya a re: “Ganelang go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne ke a lo raya, bantsi ba tlaa batla go tsena, mme ba tlaa retelelwa. E tlaa re fa mong wa ntlo a setse a nanogile, mme a tswadile ntlo, mme lo simolola go ema ka fa ntle, lo kgwanyakgwanya setswalo, lo re: ‘Morena, Morena, re bulele;’ mme fa a lo fetola a re: ‘Ga ke lo itse kwa lo tswang teng;’ e dira gone lo tlaa simololang go re: ‘Re kile ra ja ra nwa fa pele ga gago, mme o ne wa ruta mo mebileng ya rona.’ Mme ene o tlaa re: ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse kwa lo tswang teng; ntlogelang lona lotlhe badiri ba tshiamololo.’ Go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno, mogang lo bonang Aberahame le Isake, le Jakobe, le baperofeti botlhe mo bogosing jwa Modimo, mme lona lo kgoromeleditswe kwa ntle.

Luke 16:19-31

“Jaana ga bo go le monna mongwe, a humile, a apere bohibidu le leloba le le boleta, a tshela fela ka malatsi otlhe mo letlepung le mo bontlentleng. Ga bo go le mokopi mongwe yo o bidiwang Lasaro, a beilwe fa kgorong ya gagwe a tletse dintho. A eletsa go otlwa ka matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa mohumi; ee, dintša le tsone tsa tla tsa latswa dintho tsa gagwe. “Ga dirala gore mokopi a swa, mme baengele ba mmelegela kwa sehubeng sa ga Aberahame, mohumi le ene a swa, a fitlhwa. O rile a le mo Bobipong, a tsholetsa matlho a gagwe, a le mo ditlhokofatsong tse ditona, mme a bona Aberahame kwa kgakala, le Lasaro a le mo sefubeng sa gagwe. Mme a goa a re: ‘Aberahame, Rra, nkutlwela botlhoko, o rome Lasaro, gore a tle a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme, gonne ke tlhokofadiwa mo gogolo mo kgabong e.’ “Aberahame a re: ‘Morwaaka, gopola jaaka e rile mo botshelong jwa gago o ne o amogetse dilo tse di molemo tsa gago, le jaaka Lasaro le ene a ne a na le dilo tse di bosula; mme jaanong, ene o a gomodiwa, mme wena o tlhokofadiwa mo gogolo. Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’ Mme a re: ‘Rra, ke gone ke go rapelang ka re, a ko o mo rome kwa ntlong ya ga rre; ka ke na le bana ba ga rre ba le batlhano; gore a ye go ba itsise gore e se re kgotsa le bone ba tla felong fano ga tlhokofatso e kgolo.’ “Aberahame a mo raya a re: ‘Ba na le Moše le baperofeti; a ba utlwe bone.’ Mme a re: ‘Nnyaa, Aberahame, Rra; fa mongwe a tswa mo baswing a ya kwa go bone, ba tlaa ikwatlhaya.’ Mme a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gone ga ba ketla ba rapelesega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”

John 3:16-20

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe.

John 3:36

Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”

John 5:28-29

Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.

John 15:6

Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle jaaka kala, mme e omelele; batho ba di kgobokanye, ba di latlhele mo molelong, mme di jewe ke molelo.

Acts 2:27

Gonne ga o ketla o tlogela mowa wa me mo Bobipong le gone ga o ketla o neela Moitshepi wa gago a bona go bola.

Acts 2:31

ene o rile ka selo se a se bonela pele, a bua ka ga go tsoga ga Keresete a re, ga a a tlogelwa mo Bobipong, le nama ya gagwe ga e a bona go bola.

Romans 1:18-22

Gonne bogale jwa Modimo jo bo tswang legodimong, bo senoletswe boikepo jotlhe le tshiamololo, ya ba ba beteletseng boammaaruri mo tshiamololong; gonne se Modimo o nang le go itsiwe ka sone se a bonala mo go bone, ka Modimo o se ba bontshitse. Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato; gonne, le fa ba itsile Modimo, ga ba a ka ba o galaletsa jaaka Modimo, le fa e le go o leboga; ba ithamaka mo go akanyeng ga bone, mme pelo ya bone e e kotlometseng ya fifala. Ya re ka ba ikaya botlhale, ba tswa dieleele fela;

Romans 2:5-8

O re o le logwadi, o le pelo e e sa ikwatlhayeng, o ipeela bogale mo letsatsing la bogale le la tshenolo ya tshekiso e e siameng ya Modimo, o o tlaa nayang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe: Ke gore, ba ba batlang kgalalelo, le tlotlo, le bosaboleng, ba le pelotelele mo go direng molemo, o ba neye botshelo jo bo sa khutleng. Mo go ba ba ratang kgang, ba sa ineele mo boammaaruring, mme ba ineela mo tshiamololong, go tlaa nna bogale,

Romans 6:23

Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

Romans 8:1-2

Ke gone jaanong go se nang tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu. Gonne molao wa Mowa wa botshelo mo go Keresete Jesu, o nkgolotse mo molaong wa boleo le wa loso.

Romans 12:19

Baratwa, se ipusolosetseng, mme lo thibogele bogale; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me; ke tlaa duela,” go bua Morena.

Romans 14:11-12

Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.” Ke gone jalo, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.

2 Corinthians 5:10-11

Gonne rotlhe re na le go bonadiwa fa pele ga senno sa tshekelo sa ga Keresete, gore mongwe le mongwe a amogele dilo tse di dirilweng mo mmeleng, ka fa o dirileng ka teng, gongwe e le molemo, gongwe e le bosula. Ke gone, e re ka re itse poifiso ya Morena, re rapela batho; re bile re bonalediwa Modimo; ke a solofela gore le mo digakoloding tsa lona re a bonadiwa.

Colossians 3:25

Gonne yo o dirang tshokamo o tlaa ba a bona ka fa tshokamong e o e dirileng; mme ga go na tlhaolo ya batho.

2 Thessalonians 1:8-9

a le mo molelong o o tutumang, a itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu. E le ba ba tlaa utlwang thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng, ya go tlogela ruri mo sefatlhogong sa Morena, le mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe.

Hebrews 9:27

Mme e re ka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, kwa morago go bo go tla tsheko,

Hebrews 10:26-27

Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe. Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi.

Hebrews 10:29-31

Fa lo gopola, ene yo o gatakileng Morwa Modimo ka dinao, a ba a kaya madi a kgolagano, a o itshepisitsweng ka one, a re, ke selo fela se se sa itshepang, a rumola Mowa wa tshegofatso, ana ene o tlaa kaiwa a tshwanetswe ke petso e e botlhoko bo kae? Gonne re a mo itse yo o rileng: “Pusoloso ke ya me, ke tlaa lefetsa.” Gape ga twe: “Jehofa o tlaa atlholela batho ba gagwe.” Ke se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshedileng.

1 Peter 3:18-19

Ka Keresete le ene a bogile botlhoko gangwe fela, ka ntlha ya maleo, a le mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re lere mo Modimong; a bolawa mo nameng, a rudisiwa mo moweng; o e leng one o ileng a rerela mewa e e mo ntlong ya kgolegelo ka one,

2 Peter 2:1-3

Mme go kile ga nna ga tsoga le baperofeti ba e seng bone mo bathong, jaaka le mo go lona go tlaa nna baruti ba e seng bone, ba ba tlaa tsenyang dithuto tse di senyang, ka go kukunela mo teng ba ba ba itatola le yo e leng ene Morena yo o ba rekileng, mme ba iteretse tshenyego e e fefogang. Batho ba le bantsi ba tlaa sala ditiro tsa bone tsa bopepe morago; mme tsela ya boammaaruri e tlaa kaiwa ka bosula ka ntlha ya bone. Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ka ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng.

2 Peter 2:4-11

Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele jale mo lobakeng lo ba leofileng ka lone, mme wa ba latlhela mo moleteng, wa ba tswalela mo meleteng e e lefifi, go tla ba letisiwa motlha wa tshekiso; mme wa se ka wa rekegela lefatshe la bogologolo, jale ka o tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi, mme wa boloka Noa, a le moreri wa tshiamo, a na le ba bangwe ba supa. Gape e rile o fetola metse ya Sotoma le Gomora molora, wa e sekisa ka thibegetso ya tshenyego, wa ba dira sekao sa ba ba tlaa tshelang mo boikepong; mme wa golola mosiami Lote, a le mo pitlaganong e e botlhoko ka go tshela ga baikepi bao mo bopepeng. Gonne mosiami yo, ka a ne a agile mo go bone, mowa wa gagwe o o siameng wa nna wa tshwenyega ka go bona le go utlwa, ka malatsi otlhe, ditiro tsa bone tsa boiphefero mo molaong. Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mopetsong, go tle go tsamaye letsatsi la tshekiso le be le ba fitlhele. Mme bogolo bone ba ba tsamayang ka fa nameng mo thatong e e leswefatsang, mme ba nyatse taolo. E le ba ba pelokgale, le ba ba bogoma, ba sa boife go kgala ba ba tlotlegang; e tswa baengele, le fa ba ba gaisa mo nonofong le mo thateng, ba se ke ba ba isa tshekong fa pele ga Morena ka go ba gobolola.

2 Peter 2:17

Batho bao ke metswedi e e se nang metsi, ke meuwane e e kgweediwang ke sefefo; ke ba bontsho jwa lefifi ba bo beetsweng.

2 Peter 3:7

Magodimo a gompieno a beetswe molelo le lefatshe, e ntse e le ka lone lentswe leo, ka a letisiwa letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi.

2 Peter 3:9

Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.

1 John 3:15

Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.

1 John 5:11-12

Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one. Yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo joo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na botshelo joo.

Jude 1:4

Gonne go na le batho bangwe ba ba kukunetseng mo teng, e bong ba ba baakanyeditsweng tshekiso e, gale bogologolo; e le batho ba ba sa reng Modimo sepe, ba fetola tshegofatso ya Modimo wa rona bopepe, ba itatola yo e leng ene Mong wa rona le Morena wa rona yo o esi, e bong Jesu Keresete.

Jude 1:6-7

Le baengele ba ba se kang ba tshegetsa boemo jwa bone, mme ba tlogela jo e leng bonno jwa bone, o ba letisitse letsatsi le legolo la tsheko, ba le mo dikgolegong tse di sa hunololweng ka bosakhutleng, ba le kwa tlase ga lefifi. Fela jaaka metse ya Sotoma le Gomora, le metse e e neng e le mo tikologong ya yone, ka e ile ya etsa bone bao, ya ineela mo kgokafalong, ya latela mokgwa wa nama e sele, e beilwe sekao ka go bediwa ka molelo o o sa khutleng.

Jude 1:12-13

Ba ke bone mafika a a ikepetseng mo medirong ya lona ya dithato, mogang ba jang modiro le lona, ke badisa ba ba ikotlang ba se na poifo; ke maru a a se nang metsi, a a tsamaisiwang ke diphefo; ke ditlhare tsa Gwetla tse di se nang loungo, tse di suleng tsa ba tsa swa, tsa khumolwa ka medi. Ke makhubu a lewatle a a tlolakang, ba phoka mafulo a ditlhong tsa bone; ke dinaledi tse di kailang fela, ba bontsho jwa lefifi ba bo beetsweng ka bosakhutleng.

Jude 1:23

Bangwe lo ba boloke, ka go ba swatola mo molelong; bangwe lo ba utlwele botlhoko ka poifo, lo ntse lo ila le se e leng seaparo se se mathegetsweng ke leswe la senama.

Revelation 1:18

e bile ke nna Motshedi; ke ne ke sule, mme bonang, ke tshedile ka bosakhutleng; ke tshotse dikopololo tsa loso le tsa Bobipo.

Revelation 2:11

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang ga a ketla a utlwisiwa botlhoko ke loso lwa bobedi.’

Revelation 9:1-2

Moengele wa botlhano a letsa, mme ka bona naledi e wetse fa fatshe e tswa legodimong; mme a newa sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso. Mme a bula molete o o se nang bolekeletso; mme ga tlhatloga mosi mo moleteng, o etsa mosi wa leubelo le letona, letsatsi la fifala le loapi, ka ntlha ya mosi wa molete.

Revelation 14:9-11

Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bone, a bua ka lentswe le legolo a re: “Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a iteseletsa go tshwaiwa mo phatleng, kgotsa mo seatleng, le ene o tlaa nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana. Mme mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae; ga ba na tapologo motshegare le bosigo, e bong bone ba ba obametseng sebatana le setshwantsho sa sone, le botlhe ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa leina la sone.”

Revelation 17:11

Le sebatana se se neng se le yo, le sone ka sosi ke kgosi nngwe ya 8, ke yoo rra tsone tse supa; e ya tatlhegong.

Revelation 18:2-3

Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re: “Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe le boitswalelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo jwa nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang. Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe.”

Revelation 18:23-24

le lesedi la lampa ga le ketla le tlhola le phatsima mo go wena gope; le lentswe la monyadi le la monyadwi, ga le ketla le tlhola le utlwala mo go wena gope; gonne babapatsi ba ba mo go wena e ne e le dikgosana tsa lefatshe; gonne merafe yotlhe e ne e tsiediwa ke boloi jwa gago. Mme ga fitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go one, le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”

Revelation 19:2-3

Gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri le tshiamo; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kileng sa bodisa lefatshe ka kgokafalo ya sone, mme o lefeditse madi a batlhanka ba one mo seatleng sa sone.” Mme ba fela ba bua lwa bobedi ba re: “Haleluja! Mosi wa gagwe o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”

Revelation 19:13-15

O apere seaparo se se kgatshegileng madi; mme leina la gagwe go twe, Lefoko la Modimo. Dintwa tse di mo legodimong tsa mo sala morago, di pagame dipitse tse ditshweu, ba apere leloba le le boleta, le le lesweu le lentle. Mo ganong la gagwe ga tswa tšhaka e e bogale, gore a kgemethe merafe ka yone; mme o tlaa di busa ka tsamma ya tshipi; o gata segatisetso sa bojalwa sa bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.

Revelation 19:17-18

Mme ka bona moengele mongwe a eme mo letsatsing; mme a kua ka lentswe le legolo, a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang fa gare ga loapi lwa legodimo a re: “Tlang lo phuthegele selalelo se segolo sa Modimo; gore lo je nama ya dikgosi, le nama ya beng ba mephato, le nama ya banna ba ba thata, le nama ya dipitse, le ya ba ba di pagameng, le nama ya batho botlhe, ba e leng bana ba motse le batlhanka, bannye le bagolo.”

Revelation 19:20-21

Mme sebatana sa tshwarwa, se na le moperofeti yo e seng ene, yo o dirileng ditshupo mo ponong ya sone, tse o tsieditseng ka tsone ba ba tshwailweng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obamelang setshwantsho sa sone; mme ka bobedi jwa bone ba latlhelwa ba sa tshedile, mo bodibeng jwa molelo jo bo šang ka sulefura. Ba bangwe ba bolawa ka tšhaka ya yo o pagameng pitse, e bong ka tšhaka e e tswang mo ganong la gagwe; mme dinonyane tsotlhe tsa kgora nama ya bone.

Revelation 20:1-3

Ka bona moengele mongwe a fologa mo legodimong, mme ka seatla a tshotse sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso, le keetane e kgolo. Mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, e e leng Diabolo le Satane, a mo golega kgolego ya dinyaga di le sekete. A mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekeletso, mme a o tswala, a ba a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa merafe, go tsamaya dinyaga tse di sekete di feta pele; morago ga moo o tlaa bona go gololwa ka lobakanyana.

Revelation 20:7-10

E tlaa re dinyaga tse di sekete di sena go feta, Satane o tlaa gololwa mo ntlong ya kgolegelo ya gagwe. Mme o tlaa tswa a ya go tsietsa merafe e e mo dintlheng tsoo nne tsa lefatshe, Goge le Magoge, go ba phuthela kwa ntweng; ba palo ya bone e ntseng jaaka ya mošawa wa lewatle. Ba saila, ba ralala boatlhamo jwa lefatshe, ba dika botlhaolelo jwa baitshepi, le one motse o o rategang; mme molelo wa fologa mo legodimong, wa ba laila. Diabolo yo o ba tsieditseng a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le sulefura, kwa sebatana le moperofeti yo e seng ene le bone ba leng teng; mme ba tlaa tlhokofadiwa motshegare le bosigo, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Revelation 20:11-15

Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone. Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso lwa ntsha baswi ba ba mo go lone, le Bobipo jalo; ba atlholwa botlhe ka fa ditirong tsa bone. Loso lwa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, le Bobipo jalo. Lo ke lone loso lwa bobedi, e bong bodiba jwa molelo. Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, o ne a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.

Revelation 21:8

Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Revelation 22:11

Yo o leng tshiamololo, a a nne a dire tshiamololo; yo o leng leswe, a a nne a leswefadiwe; yo o leng tshiamo, a a nne a dire tshiamo, le yo o leng boitshepo a a nne a dirwe boitshepo fela jalo.”

Revelation 22:18-19

Ke tlhomamisetsa motho mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a polelelopele ya lokwalo lo, ka re: Fa motho mongwe a ka a oketsa, Modimo o tlaa mo okeletsa ka dipetso tse di kwadilweng mo lokwalong lo. Mme fa motho mongwe a ka fokotsa mafoko a lokwalo lo lwa polelelopele, Modimo o tlaa tlosa kabelo ya gagwe mo setlhareng sa botshelo, le mo motseng o o boitshepo, e bong mo dilong tse di kwadilweng mo lokwalong lo.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net