21 – Kobamelo
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Kobamelo.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Kobamelo.
Ditshedi tse nne tse, sengwe le sengwe sa bo se le diphuka di thataro, di tletse matlho mo ntlheng tsotlhe le mo teng; mme ga di ikhutse gope motshegare le bosigo, di ntse di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo, Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o ne a ntse a le yo, le yo o le yong, le yo o tlang.” Mme e ne e tle e re ditshedi di isa kgalalelo le tlotlo, le malebogo mo go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, bagolwane ba ba 24 ba wele fa pele ga yo o dutseng mo setulong sa bogosi, ba obamele ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, mme ba latlhele dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”
”Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe; gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.
”Ana metlaagana ya gago e mentlentle jang, wena Jehofa wa masomosomo! Mowa wa me o tlhologeletswe, ee, o idibalela fela malwapa a ga Jehofa; pelo ya me le nama ya me di kurueletsa Modimo o o tshedileng. Ee, thaga e iponetse ntlo, le peolwane setlhaga, fa e ka bayang mamphorwana a yone gone, e bong dibeso tsa gago, Jehofa wa masomosomo, Kgosi ya me, le Modimo wa me. Go sego ba ba agileng mo ntlong ya gago; ba tlaa fela ba ntse ba go baka. Sela.
”Enoke a sepela le Modimo; mme a tlhokafala, gonne Modimo o ne o mo tshotse.
”Melekiseteke kgosi ya Saleme a tswa a tshotse senkgwe le bojalwa jwa mofine; a bo a le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo. A mo segofatsa; a re: “A go segofadiwe Aberame ke Modimo Mogodimodimo, Mong wa legodimo le lefatshe. A go bakwe Modimo Mogodimodimo, o o tsentseng baba ba gago mo seatleng sa gago.” Mme a mo naya sabosome sa tsotlhe.
”Aberame a raya kgosi ya Sotoma a re: “Seatla sa me ke se tsholeleditse Jehofa Modimo Mogodimodimo, Morui wa legodimo le lefatshe.
”Aberame a wela fa fatshe ka sefatlhogo. Modimo wa bua nae wa re:
”Monna a inamisa tlhogo a obamela Jehofa.
”Ka inamisa tlhogo ka obamela Jehofa. Ka baka Jehofa, Modimo wa ga mongwake Aberahame, yo o nkgogetseng mo tseleng e e siameng go tla ke tseisa morwa mongwake morwadia monnaa mongwake.
”Ga dirala, ya re motlhanka wa ga Aberahame a utlwa mafoko a bone, a inamela fa fatshe fa pele ga Jehofa.
”Moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene a le mo kgabong ya molelo o o tukang mo gare ga setlhare; a leba, mme bona, setlhare sa bo se tuka molelo, mme sa bo se sa še.
”Wa re: “O se ka wa atamela kwano; rola ditlhako tsa gago mo dinaong tsa gago gonne felo foo fa o emeng gone ke mmu o o boitshepo.”
”Modimo wa raya Moše wa re: “KE NTSE YO KE NTSENG;” wa re: “O tlaa bua le bana ba Iseraele jaana o re: ‘KE NTSE o nthomile kwano go lona.’ ”
”Fela ke go emiseditse gone moo, gore ke go bontshe nonofo ya me, le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe fela.
”E re motshegare, Jehofa a ba etelele pele a le mo mosipuring wa leru, go tla a ba goga mo tseleng; bosigo a le mo mosipuring wa molelo go tla a ba naya lesedi, gore ba nne ba tsamaye motshegare le bosigo. Ga se ka ga tloga mosipuri wa leru motshegare, le fa e le mosipuri wa molelo bosigo fa pele ga batho.
”Moengele wa Modimo yo o ntseng a eteletse khuduga ya Iseraele pele, a huduga a ya a ba pota ka kwa morago; le mosipuri wa leru wa huduga fa pele ga bone, wa ema fa morago ga bone.
”Foo Moše le bana ba Iseraele ba opelela Jehofa sefela se, ba re: “Ke tlaa opelela Jehofa gonne o fentse ka mo go gakgamatsang. O latlhetse pitse le mopagami wa yone mo lewatleng. Jehofa ke thata ya me le sefela, o bile o diregile poloka ya me; one ke Modimo wa me, ke tlaa o baka; Modimo wa ga rre, ke tlaa o godisa.
”Jehofa, letsogo la gago le le siameng le tlotlometse mo thateng, Jehofa, letsogo la gago le legolo le tle le rabanye mmaba. Mo bogolong jwa borena jwa gago o ribegetsa ba ba go tsogelang; o tle o ntshetse bogale jwa gago kwa ntle, bo ba laile jaaka dirite.
”Jehofa, e mang yo o tshwanang nao mo medimong? E mang yo o tshwanang nao, o le kgalalelo mo boitshepong, o le poitshego mo dipakong, o dira dikgakgamatso?
”Jehofa o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”
”Ga diragala, ya re Arone a sa bua le phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele, ba leba kwa nageng, mme bonang, kgalalelo ya ga Jehofa e bonala mo lerung.
”Jehofa a raya Moše a re: “Bona, ke ya koo go wena ka leru le le kwenneng gore e tle e re ke bua nao batho ba utlwe, le gone ba itse go go dumela ka bosakhutleng.” Moše a bolelela Jehofa mafoko a batho.
”Ga dirala ya re ka letsatsi la boraro bosigo boo sa, ga bo go le ditumo tsa maru le dikgadima, ga bo go le leru le le kwenneng le le mo thabeng, le go gelebetega ka thata ga lonaka: mme batho botlhe ba ba mo bothibelelong ba roroma. Moše a bolotsa batho mo bothibelelong ba ya go kopana le Modimo; ba ya ba ema fa moripong wa thaba. Thaba ya Sinai ya bo e kua mosi gotlhe fela, gonne Jehofa a fologetse mo go yone a le mo molelong; mme mosi wa yone wa tlhatloga jaaka mosi wa leiso la leubelo, thaba yotlhe ya reketla thata.
”Moše a tlhatlogela mo thabeng, mme leru la khurumetsa thaba. Kgalalelo ya ga Jehofa ya nna mo thabeng ya Sinai, le leru la e khurumetsa ka malatsi a le marataro; e rile ka letsatsi la bosupa a tlhaeletsa Moše a le mo gare ga leru. Go bonala ga kgalalelo ya ga Jehofa ga bo go ntse jaaka molelo o o lailang mo godimo ga thaba, mo matlhong a bana ba Iseraele. Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela mo thabeng; Moše a nna mo thabeng ka malatsi a le 40 le masigo a le 40.
”Ke tlaa rakanela nao gone, ke le mo godimo ga senno sa boutlwelo botlhoko, ke le fa gare ga ditšheruba tse pedi tse di mo godimo ga letlole la tshupo, ke tlaa bua nao ka ga dilo tsotlhe tse ke tlaa di go neelang go di laolela bana ba Iseraele.”
”Go dirale e re fa Moše a tsena mo Mogopeng, mosipuri wa leru o fologe, o eme fa mojakong wa Mogope; Jehofa a bue le Moše. E re batho botlhe fa ba bona mosipuri wa leru o eme fa mojakong wa Mogope; ba nanoge ba obame, mongwe le mongwe a le fa mojakong wa mogope wa gagwe. Jehofa o ne a tle a bue le Moše go lebanywe ka difatlhogo, jaaka motho a tle a bue le tsala ya gagwe. Mme ene a boele kwa bothibelelong; mme modiredi wa gagwe, e bong Jošua morwa Nune, motho wa lekau, a se ke a tlogele mogope.
”Morena a re: “Go tlaa ya Sebonalo sa me nao, ke tlaa go ikhutsisa.”
”A re: “Ke a go rapela, a ko o mpontshe kgalalelo ya gago.” A re: “Molemo wa me otlhe ke tlaa o fetisa fa pele ga gago, ke tlaa bolela leina la ga Jehofa fa pele ga gago. Ke tlaa nna tsalano le yo ke tlaa nnang tsalano nae, ke tlaa bontsha ene boutlwelo botlhoko yo ke tlaa mmontshang boutlwelo botlhoko.” A re: “Ga o a nonofa go bona sefatlhogo sa me; gonne motho ga a ketla a mpona a ba a tshela.” Jehofa a re: “Bona, go na le manno fa go nna, mme o tlaa ema mo godimo ga lefika. E tlaa re kgalalelo ya me e feta ke go tsenye mo lofarong lwa lefika, ke go bipe ka seatla sa me, go tsamaya ke feta. Ke tlaa tlosa seatla sa me, mme o tlaa mpona motlhana; sefatlhogo sa me sone ga se ketla se bonwa.”
”Jehofa a fologa a le mo lerung, a ema nae gone, mme a utlwatsa leina la ga Jehofa. Jehofa a feta fa pele ga gagwe, a utlwatsa, a re: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri; o o bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope; o o beletsang bana ba batho tshiamololo ya borraabo, le bana ba bana, go ya go fitlha mo kokomaneng ya boraro le ya bone.” Moše a akofa a ikobela tlhogo fa fatshe, a obama.
”“Gonne ga o ketla o obamela modimo ope o sele; gonne Jehofa yo leina la gagwe go tweng, Kelefufa, ke Modimo o o lefufa ruri:
”Foo leru la khurumetsa mogope wa bophuthegelo, le kgalalelo ya Modimo ya tlala mo motlaaganeng. Moše a retelelwa ke go tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, ka ntlha ya leru le le ntseng godimo ga one, mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala mo motlaaganeng.
”Gonne leru la ga Jehofa la nna mo motlaaganeng fa go le motshegare, e re bosigo go nne molelo gone, mo ponong ya ba ntlo ya Iseraele botlhe fela, mo ditsamaong tsotlhe tsa bone.
”Moše le Arone ba tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, mme ba tswa, ba segofatsa batho; kgalalelo ya ga Jehofa ya bonalela batho botlhe. Ga tswa molelo fa pele ga Jehofa, wa ja tshupelo e e fisiwang le mafura mo sebesong; mme e rile batho ba go bona, ba thela lošalaba, ba wela fa fatshe ka difatlhogo.
”Jehofa a raya Moše a re: “Bua le Arone mogoloo, gore a se ka a tla ka metlha yotlhe mo felong ga boitshepo ka fa teng ga sesiro, fa pele ga senno sa boutlwelobotlhoko, se se mo godimo ga letlole, gore a se ka a swa; gonne ke tlaa bonala mo lerung mo godimo ga senno sa boutlwelobotlhoko.
”E rile ka letsatsi le motlaagana o tlhomilweng ka lone leru la khurumetsa motlaagana, e bong mogope wa tshupo; mme ya re maitseboa la nna mo motlaaganeng jaaka ekete ponalo ya molelo go ya go fitlha mo mosong. Ga nna fela jalo ka metlha yotlhe: Leru le o khurumetse, mme bosigo go bonale jaaka molelo.
”mme ruri, ruri, jaaka ke tshedile le jaaka lefatshe lotlhe le tlaa tlala kgalalelo ya ga Jehofa:
”Kora a phuthela phutego yotlhe fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo; mme kgalalelo ya ga Jehofa ya bonalela phuthego yotlhe.
”Ga dirala ya re phuthego e phuthegetse Moše le Arone ba leba kwa mogopeng wa bophuthegelo, mme bonang leru la bo le o bipile le kgalalelo ya ga Jehofa ya bonala.
”Moše le Arone ba tswa fa pele ga phuthego ba ya fa pele ga mojako wa mogope wa bophuthegelo, ba wela fa fatshe ka difatlhogo; mme kgalalelo ya ga Jehofa ya ba bonalela.
”Foo Jehofa a budulola matlho a ga Balaame, mme a bona moengele wa ga Jehofa a eme mo tseleng, a tshotse tšhaka a e ekile; a ikoba tlhogo, a wela fa fatshe.
”Go bua ene yo o utlwang mafoko a Modimo, a itse kitso ya Mothatayotlhe, yo o bonang ponatshegelo ya Mothatayotlhe, a wela fa fatshe, matlho a gagwe a budulogile, a re:
”Ga supediwa wena, gore o itse fa Jehofa e le ene Modimo; ga go na ope o sele kwa ntle ga one. O go utlwisitse lentswe la gagwe le tswa kwa legodimong, gore a tle a go rute; mo lefatsheng o go bontshitse molelo wa gagwe o mogolo; wa utlwa mafoko a gagwe a tswa mo gare ga molelo.
”Ke gone itse gompieno, o go tsenye mo pelong, gore Jehofa ke ene Modimo kwa legodimong kwa godimo, le mo lefatsheng fa tlase; ga go na ope o sele.
”lwa re: ‘Bona, Jehofa Modimo wa rona o re supeditse kgalalelo ya gagwe, le bogolo jwa gagwe, re utlwile lentswe la gagwe le tswa mo gare ga molelo; re bonye gompieno fa Modimo o bua le motho, mme a tshele.
”“A ko o utlwe, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela. O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela.
”Gonne Jehofa Modimo wa lona ke one Modimo wa medimo le Morena wa barena, Modimo o mogolo o o nonofileng, o o boitshegang, o o sa tlhokomeleng bomangmang jwa batho, le fa e le go amogela tuelo.
”O boife Jehofa Modimo wa gago; o direle ene; o ngaparele ene, o ikane ka leina la gagwe. Ke ene pako ya gago, ke ene Modimo wa gago o o go diretseng dilo tse dikgolo tse di boitshegang tse, tse matlho a gago a di bonyeng.
”“Fa o sa tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o, a a kwadilweng mo lokwalong lo, gore o boife leina le le galalelang, le le le boitshegang le, e bong JEHOFA MODIMO WA GAGO;
”gonne ke tlaa opela leina la ga Jehofa mokgosi; kayang Modimo wa rona bogolo. Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.
”Bonang jaana, fa e le Nna one, e bong Nna, mme go se na Modimo ope le nna; ke a bolaya, ke bile ke a tshedisa; ke ntshitse ntho, ke bile ke a fodisa; ga go na ope yo o ka gololang mo seatleng sa me.
”Ješurune! ga go ope yo o tshwanang le Modimo o o palamelang magodimo go go thusa, le ka tlotlomalo ya one mo loaping. Modimo wa bosakhutleng ke boago jwa gago mme ka fa tlase ga mabogo a a sa yeng kae, o ne wa leleka, wa kgarametsa mmaba, fa pele ga gago, a ba a re: Senya.
”A re: “Nnyaa; mme ke tsile ke le kgosana ya ntwa ya ga Jehofa.” Jošua a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a mo obamela, a mo raya, a re: “Morena wa me o raya motlhanka wa gagwe a reng?” Kgosana ya ntwwa ya ga Jehofa ya raya Jošua, ya re: “Rola setlhako sa gago; gonne felo fa o emeng gone go boitshepo.” Jošua a dira jalo.
”Baperesiti ba supa ba tsamaye fa pele ga letlole ba tshotse diphala di supa tsa dinaka tsa diphelefu; e tlaa re ka tsatsi la bosupa lo potonoge motse gasupa, mme baperesiti ba letse dinaka. Go tlaa dirala, go re fa ba gelebetla ka boleele ka dinaka tsa diphelefu, mme fa lo utlwa modumo wa dinaka, a batho botlhe, ba thele lošalaba lo logolo; mme lorako lwa motse lo tlaa salalagana fela, batho ba tlaa palama, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae.”
”Jalo batho ba thela lošalaba, le baperesiti ba letsa dinaka: ga dirala, ya re batho ba utlwa modumo wa phala, batho ba thela lošalaba lo logolo, lorako lwa salalagana, mme batho ba palamela mo motseng, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae, ba thopa motse.
”Jošua a ikgagola diaparo, a wela ka sefatlhogo fa fatshe fa pele ga letlole la ga Jehofa go ya maitseboeng, ene le bagolwane ba Iseraele; ba baya lorole mo ditlhogong tsa bone.
”Utlwang, lona dikgosi; sekegang tsebe, lona dikgosana; nna, e bong nna, ke tlaa opelela Jehofa; ke tlaa opelela Jehofa, Modimo wa Iseraele dipako.
”Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “O boletsang leina la me, e tswa e le le le gakgamatsang?” Jalo Manoa a tsaya potsane le tshupelo ya boupe, a isetsa Jehofa ka tsone mo letlapeng; mme moengele a dira mo go gakgamatsang, Manoa le mogatse ba lebile. Gonne ga dirala, ya re kgabo ya molelo e tlhatlogela legodimong e tswa mo letlapeng, moengele wa ga Jehofa a tlhatloga a le mo kgabong ya sebeso; Manoa le mogatse ba bo ba lebile; mme ba wela ka difatlhogo fa fatshe.
”Ga go ope yo o boitshepo jaaka Jehofa, gonne ga go na ope kwa ntle ga gago; le gone ga go na lefika le le tshwanang jaaka Modimo wa rona.
”Dafite le ba ntlo ya Iseraele botlhe ba letsa fa pele ga Jehofa ka diletso dingwe le dingwe tse di dirilweng ka logong lwa mofira, le diharepe, le disaletere, le meropana, le ka diphare, le disemebale.
”Dafite a bina fa pele ga Jehofa ka thata yotlhe ya gagwe; Dafite o ne a itlamile ka sekhutlana sa leloba. Jalo Dafite le ba ntlo ya Baiseraele botlhe ba tlhatlosa letlole la ga Jehofa ka meduduetso le ka medumo ya dinaka. Ga dirala ya re letlole la ga Jehofa le tla mo motseng wa ga Dafite, Mikale morwadia Saule, a bo a okometse ka fensetere, a bona kgosi Dafite a tlolaka a bina fa pele ga Jehofa; mme a mo nyatsa mo pelong ya gagwe.
”Ke tlaa bitsa Jehofa, yo o tshwanetseng go bakwa; jalo ke tlaa gololwa mo babeng ba me.
”Jehofa a duma a le kwa legodimong, Mogodimodimo a ntsha lentswe la gagwe.
”Ke gone ka moo ke tlaa go lebogang, Jehofa, mo gare ga merafe, ke tlaa opelela leina la gago dipako.
”Ga dirala ya re baperesiti ba sena go tswa mo felong ga boitshepo, leru la tlala ka ntlo ya ga Jehofa. Baperesiti ba ba ba retelelwa ke go ema ba direla ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya ga Jehofa.
”Solomone a ema fa pele ga sebeso sa ga Jehofa mo ponong ya phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlololela mabogo a gagwe kwa legodimong. A re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele, ga go na Modimo ope o o tshwanang nao, kwa legodimong kwa godimo, le fa e le mo lefatsheng kwano tlase; yo o tshegeletsang batlhanka ba gago kgolagano le boutlwelobotlhoko, e bong ba ba sepelang fa pele ga gago ka pelo yotlhe ya bone;
”“A ruri Modimo o tlaa aga mo lefatsheng? Bona, legodimo le legodimo la magodimo ga le kake la nna bonno jo bo go lekanyeng; bogolo jang ntlo e ke e agileng!
”Ya re batho botlhe ba go bona, ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba re: “Jehofa ke ene Modimo; Jehofa ke ene Modimo!”
”Mme a re: “Ke gone, wena, utlwa lefoko la ga Jehofa; ka bona Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme lesomosomo lotlhe la legodimo la bo le eme fa go ene ka fa tsogong le legolo, le ka fa go la molema.
”Hesekia a rapela fa pele ga Jehofa a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o dutseng gare ga botšheruba, ke wena Modimo, e bong wena wesi wa magosi otlhe a lefatshe; o dirile legodimo le lefatshe.
”Dafite le Baiseraele botlhe ba letsa fa pele ga Modimo ka thata yotlhe ya bone, e bong ka dipina, le ka diharepe, le ka disaletere, le ka meropana, le ka disemebala le ka dinaka.
”Dafite a bua le bagolo ba Balefi, gore ba tlhome bana ba ga rraabo go nna baopedi, ba na le diletso tsa kopelo, disaletere, le diharepe le disemebala, ba dira modumo o mogolo, gore ba tsholetse mantswe ka boitumelo.
”Dafite o ne a apere kobo ya leloba le le boleta, le Balefi botlhe ba ba rweleng letlole, le baopedi, le Kenania mong wa kopelo a bile a na le baopedi; Dafite a apere sekhutlana sa leloba. Jalo Baiseraele botlhe ba tsaya letlole la kgolagano ya ga Jehofa ka go thela lošalaba, le ka modumo wa lofare, le ka dinaka le disemebala, ba tsosa modumo o mogolo ka disaletere le diharepe. Ga dirala ya re letlole la kgolagano ya ga Jehofa le tla mo motseng wa ga Dafite, Mikale morwadia Saule a bo a lebile ka fensetere, a bona kgosi Dafite a bina a letsa, mme a mo nyatsa mo pelong ya gagwe.
”“A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe madiro a gagwe lo a itsefatse mo ditšhabeng. Mo opeleleng, mo opeleleng dipako, buang ka ga ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di gakgamatsang. Kgantshang ka leina la gagwe le le itshepileng; a dipelo tsa bone ba ba batlang Jehofa di itumele. Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng.
”Lefatshe lotlhe opelela Jehofa! Bonatsa poloka ya gagwe ka go tlhomaganya malatsi. Kakanyang kgalalelo ya gagwe mo gare ga merafe, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe! Gonne Jehofa o mogolo, o na le go bakwa segolo, le gone o na le go boifiwa bogolo go medimo yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela, ene Jehofa o dirile magodimo. Tlotlo e fa pele ga gagwe, le borena, thata le boitumelo di mo felong ga gagwe. Ntshetsang Jehofa lona ditshika tsa ditšhaba, ntshetsang Jehofa kgalalelo le thata! Ntshetsang Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; lereng tshupelo, lo tle fa pele ga gagwe! Obamelang Jehofa mo bontleng jwa boitshepo. Lefatshe lotlhe a le rorome fa pele ga gagwe; lobopo le lone lo nitame, ga lo kake lwa tsikinngwa. A magodimo a itumele, a lefatshe le ipele; a go buiwe mo merafeng go twe: ‘Jehofa o a busa!’ A lewatle le sume, le bojotlhe jwa lone, a naga e belafale, le tsotlhe tse di mo go lone! Foo ditlhare tsa sekgwa di tlaa opela ka boitumelo fa pele ga Jehofa, gonne o tla go atlhola lefatshe. A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng. Lo bue lo re: ‘Re boloke Jehofa wa poloko ya rona, o bo o re phuthe o re golole mo merafeng, gore re tle go baka leina la gago le le itshepileng, le go ja koma mo pakong ya gago.’ A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, go tswa bosasimologeng go ya fela bosakhutleng.” Mme batho botlhe ba re: “Amen!” Mme ba baka Jehofa.
”le go ema ka meso yotlhe ba leboga ba baka Jehofa, le gone mo maitseboeng;
”Ke gone ka moo Dafite a baka Jehofa fa pele ga phuthego yotlhe; Dafite a re: “A go bakwe wena Jehofa Modimo wa Iseraele, rraetsho, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Bogolo ke jwa gago, Jehofa, le thata, le kgalalelo, le phenyo le borena; gonne tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Jehofa, mme o goleditswe o le tlhogo mo godimo ga tsotlhe. Khumo le yone tlotlo di tswa mo go wena, o busa gotlhe fela; mo seatleng sa gago go na le nonofo le bonatla; le go godisa go mo seatleng sa gago, le go abela botlhe thata. Ke gone jaana, Modimo wa rona, re a go leboga, re baka leina la gago le le galalelang.
”Ga dirala ya re baperesiti ba sena go tswa mo felong ga boitshepo, (gonne baperesiti ba ba gone ba ne ba iitshepisitse botlhe fela, ba sa tlhokomele go dira ka makoko a diphapaano tsa bone; le bone Balefi ba e leng baopedi botlhe fela, e bong Asafe, Hemane, Jeduthune le bomorwaa bone le bomonnaa bone, ba ema ntlheng ya botlhabatsatsi ga sebeso ba kgabile ka leloba le le boleta, ba na le disemebala le disaletere le diharepe ba bile ba na le baperesiti ba le 120 ba ba letsang dinaka). Ga dirala fela ya re baletsi ba dinaka le baopedi ba ntse jaaka motho a le mongwe fela, ba dira gore go utlwale modumo o le mongwe fela mo go bakeng le mo go lebogeng Jehofa; ya re ba tsholetsa lentswe la bone ka dinaka, le disemebala, le dilo tsa kopelo, ba baka Jehofa, ba re: “Gonne o molemo; gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.” Foo ntlo ya tlala leru, e bong ntlo ya ga Jehofa. Baperesiti ba ba ba retelelwa ke go ema ba direla ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya Modimo.
”Kgosi ya ema fa pele ga sebeso sa ga Jehofa mo ponong ya phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlolola mabogo. (Gonne Solomone o ne a dirile maemo a kgotlho, boleele jwa one bo le dimetara di le 2,2, boatlhamo jwa one bo le dimetara di le 2,2, le bogodimo jwa one bo le dimetara di le 1,3, a a tlhomile fa gare ga lolwapa. Mme a ema mo go one, a khubama ka mangole fa pele ga phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlololela mabogo kwa legodimong), mme a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, ga go na Modimo ope o o tshwanang nao, kwa legodimong le fa e le mo lefatsheng; yo o tshegeletsang batlhanka ba gago kgolagano le boutlwelo botlhoko, e bong ba ba sepelang fa pele ga gago ka pelo yotlhe ya bone;
”“A ruri Modimo o ka aga le batho mo lefatsheng? Bona, legodimo, le legodimo la magodimo, ga le a go lekana; bogolo jang ntlo e ke e agileng!
”Jaana e rile Solomone a sena go wetsa go rapela, molelo wa fologa kwa legodimong, wa nyeletsa tshupelo e e fisiwang le ditlhabelo; mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka ntlo. Baperesiti ba retelelwa ke go tsena mo ntlong ya ga Jehofa, gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya Jehofa. E rile molelo o fologa le kgalelo ya ga Jehofa e le mo ntlong, bana botlhe ba Iseraele ba bo ba lebile; mme ba ikobela ka difatlhogo fa fatshe mo bopapathong jwa matlapa, ba obamela ba leboga Jehofa ba re: “Gonne o molemo, le boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.”
”Baperesiti ba ema ka dinao ka fa ditirong tsa bone; Belefi le bone ba ema ka diletso tsa kopelo tsa ga Jehofa, tse kgosi Dafite o ne a di dirile go tla go leboga Jehofa ka tsone, ka boutlwelobotlhoko jwa one bo eme ka bosakhutleng, jale ka Dafite a baka ka tirelo ya bone; baperesiti ba letsa dinaka fa pele ga bone; mme Baiseraele botlhe ba bo ba eme ka dinao.
”A re: “Ke gone utlwang lefoko la ga Jehofa: Ka bona Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme lesomosomo lotlhe la legodimo le ne le eme ka fa letsogong la gagwe le legolo le fa go la molema.
”O rile a sena go gakololana le batho, a tlhoma bone ba ba tlaa opelelang Jehofa, ba baka bontle jwa boitshepo, gore e re ba tsamaya fa pele ga ntwa, ba re: “Bakang Jehofa, gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.”
”Gape kgosi Hesekia le dikgosana ba laola gore Balefi ba opelele Jehofa dipako ka mafoko a ga Dafite, le a ga Asafe mmoni. Ba opela dipako ka boitumelo, ba oba ditlhogo, ba obamela Modimo.
”Bana ba Iseraele ba ba mo Jerusalema ba dira modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa, ka boitumelo jo bogolo; Balefi le baperesiti ba baka Jehofa ka malatsi otlhe, ba opelela Jehofa ka diletso tse di opelelang godimo.
”E rile baagi ba thaya motheo wa tempele ya ga Jehofa, ba tlhoma baperesiti ba apere diaparo tsa bone ba tshotse dinaka, le Balefi bomorwa Asafe ba tshotse disemebala, go tla ba baka Jehofa ka fa taolong ya ga Dafite kgosi ya Iseraele. Mme ba opelelelana, ka ba baka, ba leboga Jehofa, ba re: “Gonne o molemo, gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng mo go Baiseraele.” Mme batho botlhe ba thela lošalaba lo logolo, ka ba baka Jehofa, gonne motheo wa ntlo ya ga Jehofa o thailwe.
”E rile ka lobaka lwa go isa seromololo sa maitsebowa ka nanonga mo boikokobetsong jwa me, seaparo sa me se gagogile fela le sekhutlana sa me; ka wela ka mangole, ka otlololela mabogo a me kwa go Jehofa, Modimo wa me.
”Esera a baka Jehofa, Modimo o mogolo. Batho botlhe ba fetola, ba re: “Amene! Amene!” ba tsholeditse mabogo, ba oba ditlhogo, ba obamela Jehofa ba isitse difatlhogo fa fatshe.
”Foo ga ema Ješua, le Bani, le Katamiele, le Shebania, le Buni, le Serebia, le Bani le Kenani; ba ema mo direpuding tsa Balefi, ba thelela Jehofa Modimo wa bone lošalaba ka lentswe le le tsholetsegileng. Foo Balefi, le Ješua, le Katamiele, le Bani, le Hašabeneia, le Sherebia, le Hodia, le Shebania le Pethahia, ba re: “Emang ka dinao, lo bake Jehofa Modimo wa lona go tswa bosenang tshimologo go ya bosakhutleng; a go bakwe leina la gago le le galalelang, le le goletsegileng godimo ga tumiso yotlhe le pako.” “O Jehofa o le wesi; o dirile legodimo, legodimo la magodimo, le bontsi jotlhe jwa one, lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, mawatle le dilo tsotlhe tse di mo go one, o di bolokile tsotlhe fela; lesomosomo la legodimo le a go obamela.
”“Le fa go ntse jalo mo mautlwelobotlhokong a gago a mantsintsi ga o a ka wa ba latlha mo nageng; mosipuri wa leru ga o a ka wa tloga mo godimo ga bone motshegare, go ba goga mo tseleng; le fa e le mosipuri wa molelo bosigo, go ba naya lesedi, le go ba kaela tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone.
”E rile ka neelo ya lorako lwa Jerusalema ba batla Balefi mo mafelong otlhe a bone, go ba lere mo Jerusalema, go tla ba dira neelo ya lorako ka boitumelo, ka malebogo le ka kopelo, ka disemebale, le ka disaletere le ka diharepe.
”Gonne e rile mo motlheng wa ga Dafite le Asafe bogologolo, go ne go le tlhogo ya baopedi, le difela tsa pako le tsa tebogo tse di lebogang Modimo.
”Foo Jobe a nanoga, a ikgagola kobo, a ipeola tlhogo, a wela fa fatshe, a obama; mme a re: “Ke dule mo sebopelong sa ga mme ke sa ikatega, ke tlaa boela gone ke sa ikatega; Jehofa o ne a nneile, mme Jehofa o tlositse; a go bakwe leina la ga Jehofa.”
”Mme ka ga me, ke rata go batlela kwa Modimong; ke rata go neela Modimo mafoko a me a tsheko; o o dirang dilo tse dikgolo le tse di se nang bokankabetso, dilo tse di gakgamatsang, tse di se nang palo.
”A o ka lemoga Modimo ka go kheleisa? A o ka lemoga Mothatayotlhe ka botlalo?
”“Fa o baakanya pelo sentle, o otlolela diatla tsa gago kwa go one;
”Nna ke a itse fa morekolodi wa me a tshedile, le go re o tlaa re kwa bofelong a eme ka dinao mo lefatsheng. E tlaa re morago letlalo la me le sena go senngwa jaana, ke tlaa bona Modimo ke le mo nameng ya me; o ke tlaa o iponelang ka nosi, matlho a me a tlaa o leba, e seng a o sele. Diphilo tsa me di fediwa mo teng ga me.
”Mothatayotlhe e tlaa nna ene khumo ya gago le selefera sa gago se se tlhokegang. Gonne foo o tlaa inatetsha mo go Mothatayotlhe, mme o tlaa tsholeletsa Modimo sefatlhogo sa gago.
”Bona, Modimo o dira ka bogodi mo thateng ya one. E mang yo e leng moruti jaaka one? E mang yo o o laoletseng tsela ya one, kgotsa e mang yo o ka reng, o dirile tshiamololo? “O gakologelwe go godisa tiro ya one e batho ba e opetseng.
”“Se le sone pelo ya me e a se roromela, e garoge mo felong ga yone. Reetsang loratla lwa lentswe la one, le tumo e e tswang mo molomong wa one. O e dumisetse fa tlase ga legodimo lotlhe fela, le logadima lwa one o lo gadimisetse kwa dikhutlong tsa lefatshe. Morago ga lone go dume kodu; o dume ka kodu ya borena jwa one; mme ga o thibe dikgadima mogang kodu ya one e utlwalang. Modimo o duma kgakgamatso ka kodu ya one, o dira dilo tse dikgolo tse re sa kakeng ra di tlhaloganya.
”A o itse go retelediwa ga maru le ditiro tse di gakgamatsang tsa o o leng boitekanelo mo kitsong?
”Mo ntlheng ya botsheka go tswa kgalalelo e eketeng ya botsodutsokwane, Modimo o na le borena jo bo boitshegang mo go one. Ka ga Mothatayotlhe, ga re kake ra mo tlhantlhabetsa, o tlotlometse mo thateng, mo katlholong le mo tshiamisong e e tletseng, ga a ketla a patika.
”Ene yo o dutseng mo magodimong o tlaa tshega; Jehofa o tlaa ba sotla.
”“Le fa go ntse jalo ke tlhomile kgosi ya me mo thabeng ya me e e boitshepo ya Sione.”
”Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo ka fa tshiamong ya gagwe; le leina la ga Jehofa yo o Mogodimodimo ke tlaa le opelela pako.
”Jehofa, Morena wa rona, a bo leina la gago le le lentle mo lefatsheng lotlhe! Wena yo o tlhomileng kgalalelo ya gago godimo ga magodimo.
”Jehofa, Morena wa rona, ana leina la gago le lentle jang mo lefatsheng lotlhe fela!
”Ke tlaa leboga Jehofa ka pelo yotlhe ya me; ke tlaa bolela ditiro tsotlhe tsa gago tse di gakgamatsang. Ke tlaa ipela ke kgana ka boitumelo mo go wena; ke tlaa opelela leina la gago pako, wena Mogodimodimo;
”Opelelang Jehofa yo o agileng mo Sione dipako; bolelang mo ditšhabeng ditiro tsa gagwe.
”gore ke tle ke bonatse pako yotlhe ya gago; ke tlaa re mo dikgotleng tsa morwadia Sione ke itumele mo polokeng ya gago.
”Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng le ka bosaengkae; baditšhaba ba nyeleletse ruri mo lefatsheng la gagwe.
”Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo; Jehofa, setulo sa gagwe sa bogosi se mo legodimong; matlho a gagwe a lebile bana ba batho, dintshi tsa gagwe tsa matlho di a ba leka.
”ke tlaa opelela Jehofa ka a ntiretse sentle ka mo go tletseng.
”Mpoloka jaaka thaka ya leitlho, o mphitlhe mo moriting wa diphuka tsa gago.
”Ke a go rata Jehofa, thata ya me. Jehofa ke lefika la me, le kago ya me ya phemelo, le mogolodi wa me; Modimo wa me, lefika la me le le thata, ke tlaa ikanya mo go one; thebe ya me, le lonaka lwa poloko ya me, le kago ya me e e godileng ya tlhabanelo. Ke tlaa bitsa Jehofa yo o tshwanetsweng ke go bakwa; jalo ke tlaa bolokwa mo babeng ba me.
”le gone Jehofa a dumisa maru mo magodimong, Mogodimodimo a ntsha kodu; sefako le magala a molelo.
”Ka ga Modimo, tsela ya one e lekanetse; lefoko la ga Jehofa le lekilwe; ene ke thebe mo go bone botlhe ba ba mo ikanyang. Gonne yo e leng Modimo ke mang, fa e se Jehofa? Yo o leng lefika ke mang, fa e se Modimo wa rona?
”Jehofa o tshedile; a go bakwe lefika la me; a go godisiwe Modimo wa poloko ya me;
”Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.
”O nne o goletsege, Jehofa, ka thata e e leng ya gago; jalo re tlaa opela, re ba re baka nonofo ya gago.
”Mme wena o boitshepo; wena yo o ntseng mo dipakong tsa Iseraele.
”Ke tlaa kakanyetsa bana ba ga rre leina la gago; mo gare ga phuthego ke tlaa go baka. Lona ba lo boifang Jehofa, mmakeng; lona lotlhe losika lwa ga Jakobe, mo galaletseng; lona lotlhe losika lwa Iseraele, lo eme ka go mmoifa. Gonne ga a a nyatsa, le fa e le go feretlhwa ke patikego ya mopatikwi; le gone ga a a mo subela sefatlhogo sa gagwe; mme o rile a mo ikuela, a utlwa. Ke ka ga gago fa pako ya me e tswa mo phuthegong e kgolo; ke tlaa lefela maikano a me fa pele ga bone ba ba mmoifang. Ba ba pelonolo ba tlaa ja ba kgora; bone ba ba senkang Jehofa, ba tlaa mmaka; a pelo tsa lona di tshele ka bosakhutleng. Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa gakologelwa, di boela mo go Jehofa; le ditshika tsotlhe tsa merafe di tlaa obama fa pele ga gago. Gonne bogosi ke jwa ga Jehofa; ke ene mmusi wa merafe. Botlhe ba ba nonneng ba lefatshe ba tlaa ja, ba obama; botlhe ba ba fologelang mo loroleng ba tlaa khubama fa pele ga gagwe, le e leng ene yo o se nang thata ya go itshedisa mowa.
”Tsholetsang ditlhogo, lona dikgoro; tsholetsegang lona mejako e e sa leng e nna go tswa tsose; mme Kgosi ya kgalalelo e tlaa tsena. Kgosi ya kgalalelo e mang? Ke Jehofa yo o thata, yo o bonatla, Jehofa yo o bonatla mo ntweng. Tsholetsang ditlhogo, lona dikgoro; ee, lo di tsholetse, lona mejako e e ntseng ka bosakhutleng; mme Kgosi ya kgalalelo e tlaa tsena. Kgosi eo ya kgalalelo ke mang? Jehofa wa masomosomo, ke ene Kgosi ya kgalalelo. Sela.
”Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa, ke sone se ke tlaa se senkang; ke gore ke tle ke age mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa me, go leba bontle jwa ga Jehofa le go botsa mo tempeleng ya gagwe.
”Mme jaana tlhogo ya me e tlaa tsholediwa godimo ga baba ba me ba ba mo tikologong ya me; mme ke tlaa isa mo motlaaganeng wa gagwe ditshupelo tsa meduduetso; ke tlaa opela, ee, ke tlaa opelela Jehofa dipako. Jehofa, utlwa mogang ke goang ka lentswe la me; o bo o nkutlwele botlhoko, mme o nkarabe. E rile fa o re: “Batlang sefatlhogo sa me,” pelo ya me ya go raya ya re: “Sefatlhogo sa gago Jehofa, ke tlaa se batla.”
”Jehofa ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ikantse mo go ene, mme ke thusegile; ka moo pelo ya me e itumela thata; mme ke tlaa mmaka ka sefela sa me.
”Nayang Jehofa, lona bomorwa ba ba thata, nayang Jehofa kgalalelo le nonofo. Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; obamelang Jehofa mo bontleng jwa boitshepo. Lentswe la ga Jehofa le mo godimo ga metsi; Modimo wa kgalalelo o dumisa maru, e bong ene Jehofa mo godimo ga metsi a magolo. Lentswe la ga Jehofa le nonofile; lentswe la ga Jehofa le tletse borena.
”Lentswe la ga Jehofa le tsadisa ditshephe, le be le fotlhele dikgwa ruri; mme mo tempeleng ya gagwe dilo tsotlhe tsa re: “Kgalalelo!” Jehofa o ne a dutse e le kgosi kwa morwaleleng; ee, Jehofa o dutse e le kgosi ka bosakhutleng.
”Opelelang Jehofa dipako, lona baitshepi ba gagwe, ntshetsang leina la gagwe le le boitshepo malebogo.
”Selelo sa me o se mphetoletse pino; o nkapotse letsela la kgetse, o ntlamile ka boitumelo; e le gore kgalalelo ya me e go opelele pako, mme e se ka ya didimala. Jehofa Modimo wa me, ke tlaa go leboga ka bosakhutleng.
”Itumeleng mo go Jehofa, lona basiami; pako ke bontle jo bo tshwanetseng ba ba thokgameng. Ntshetsang Jehofa malebogo ka harepe; lo mo opelele ka saletare se se ditlhale di some. Mo opeleleng sefela se seša; letsang ka botswerere, ka modumo o mogolo.
”Ke tlaa baka Jehofa ka metlha yotlhe; pako ya gagwe e tlaa nna ka gale mo molomong wa me. Mowa wa me o tlaa ipelafatsa mo go Jehofa; ba ba pelonolo ba tlaa go utlwela, mme ba tlaa itumela. A ko lo godiseng Jehofa le nna, a re goletseng leina la gagwe mmogo.
”Ke tlaa go ntshetsa malebogo mo phuthegong e kgolo; ke tlaa go baka mo bontsing jo bogolo jwa batho.
”Ba ba tshabang le nna ka ga mo ke go sekang ga tshiamo, a ba duduetse ka boitumelo; ee, a ba nne ba re ka gale: “A go goletsege Jehofa yo o kgatlhwang ke go kokotlegela ga motlhanka wa gagwe.” Loleme lwa me lo tlaa bua ka ga tshiamo ya gago, le ka ga pako ya gago ka letsatsi lotlhe fela.
”O tsentse sefela se seša mo molomong wa me, e bong pako ya Modimo wa rona; batho bantsi ba tlaa go bona, ba boifa, mme ba tlaa ikanya Jehofa.
”A botlhe ba ba go batlang ba itumele, ba ipele mo go wena; a ba ba ratang poloka ya gago ba bue ka go tlhoka go khutla ba re: “A Jehofa a godisiwe.”
”Ka ga me o ntse o nkokotletsa, mo go tlhokeng molato ga me, wa ntlhoma fa pele ga sefatlhogo sa gago ka bosakhutleng. A go nne go bakwe Jehofa, Modimo wa Iseraele, go tswa kwa go se nang tshimologo go ya kwa bosakhutleng. A go nne jalo, fela jalo.
”Jaaka kwalata e hemahemela melatswana ya metsi, mowa wa me o go hemahemela jalo Modimo. Mowa wa me o nyorelwa Modimo, e bong Modimo o o tshedileng; ke tlaa tla leng ka bonala fa pele ga Modimo?
”Le fa go ntse jalo Jehofa o tlaa laola bopelonomi jwa gagwe jwa lorato mo motshegareng, le mo bosigong sefela sa gagwe ke tlaa bo ke na naso, e bong morapelo o o rapelang Modimo wa botshelo jwa me.
”Ke gone ke tlaa yang kwa sebesong sa Modimo, kwa Modimong, o o leng boitumelo jwa me jo bo feteletseng; le ka harepe ke tlaa go baka Modimo, Modimo wa me.
”Gatlha tšhaka ya gago ka fa nokeng ya gago, wena senatla, kgalalelo le borena ke tsa gago. Mo boreneng jwa gago o pagamela pele ka go rangwa ke dilo, ka ntlha ya boammaaruri, le bopelonomi, le tshiamo; seatla sa gago se segolo se tlaa go ruta dilo tse di boitshegang.
”Setulo sa gago sa bogosi se ntse ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae; thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tekatekanyo.
”Ke tlaa dira leina la gago gore le gakologelwe mo ditshikatshikeng tsotlhe; ke gone ka mo ditšhaba di tlaa go ntshetsang malebogo ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae.
”“Nang fela, mme lo itse fa ke le Modimo; ke tlaa godisiwa mo merafeng; ke tlaa godisiwa mo lefatsheng.”
”A ko lo openg diatla lona ditšhaba tsotlhe; lo tshelele Modimo lošalaba lwa go ja koma. Gonne Jehofa Mogodimodimo o a boitshega; ke Kgosi e kgolo ya lefatshe lotlhe.
”Modimo o tlhatlogile ka lošalaba, Jehofa ka tumo ya lonaka. Opelelang Modimo dipako, opelang dipako; opelelang Kgosi ya rona dipako, opelang dipako. Gonne Modimo ke Kgosi ya lefatshe lotlhe; lo opele dipako ka tlhaloganyo. Modimo o busa mo merafeng; Modimo o dutse mo setulong sa one se se boitshepo sa bogosi. Dikgosana tsa ditšhaba di phuthegile mmogo, go tla di nna batho ba Modimo wa ga Aberahame; gonne dithebe tsa lefatshe ke tsa Modimo; o goletsegile thata.
”O mogolo Jehofa, o na le go bakwa segolo mo motseng wa Modimo wa rona, mo thabeng ya one e e boitshepo.
”Gonne Modimo one, ke Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae; one o tlaa nna mosupatsela wa rona le go ya fela mo losong.
”Isetsa Modimo setlhabelo sa go leboga; o bo o lefele Mogodimodimo maikano a gago. E re mo letsatsing la tlalelo o mpitse; ke tlaa go golola mme o tlaa nkgalaletsa.”
”le fa e le mang yo o isang setlhabelo sa go ntsha malebogo, o a nkgalaletsa; mme ene yo o rulaganyang go tshela ga gagwe sentle ke tlaa mo supetsa poloka ya Modimo.”
”Nkgolola mo molatong wa go tsholola madi Modimo, wena Modimo wa poloko ya me; loleme lwa me lo tlaa opelela godimo ka ga tshiamo ya gago. Jehofa, bula dipounama tsa me; mme molomo wa me o tlaa bolela pako ya gago.
”Modimo, o goletsegele godimo ga magodimo; a kgalalelo ya gago e nne godimo ga lefatshe lotlhe.
”Pelo ya me e nitame, Modimo, pelo ya me e nitame; ke tlaa opela; ee, ke tlaa opela dipako.
”Mme nna, ke tlaa opela ka ga thata ya gago; ee, mo mosong ke tlaa dudueletsa godimo ka ga boutlwelobotlhoko jwa gago, ka gobo o ntse o le kago ya me e e godileng ya phemelo, le botshabelo mo letsatsing la pitlagano ya me. Wena, Thata ya me, ke tlaa go opelela dipako, ka gobo Modimo ke kago ya me e e godileng ya phemelo, Modimo wa boutlwelobotlhoko jwa me.
”Jalo ke tlaa opelela leina la gago dipako ka bosakhutleng, gore ke nne ke diratse maikano a me ka malatsi otlhe.
”Modimo, o Modimo wa me; ke tlaa go batla go sa le gale; mowa wa me o go nyoretswe, nama ya me e go tlhologeletswe, mo lefatsheng la lokgere lo lo lapisang, kwa metsi a seong gone. Ke go lebile jalo mo felong ga boitshepo, go bona thata ya gago le kgalalelo ya gago. Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo bogolo go botshelo; dipounama tsa me di tlaa go baka. Jalo ke tlaa go baka ka ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa tsholetsa mabogo a me mo ineng la gago. Mowa wa me o tlaa kgora jaaka fa go jelwe mmoko le monono; molomo wa me o tlaa go baka ka dipounama tse di itumelang; mogang ke go gakologelwang ke le mo bolaong jwa me, mme ke go akanya mo ditisong tsa bosigo.
”Kgosi e tlaa itumela mo Modimong; mongwe le mongwe yo o ikanang ka one o tlaa ja koma; gonne molomo wa ba ba buang maaka o tlaa thijwa.
”Modimo, pako e go lebeletse mo Sione; ke wena yo ikano o tlaa e direlwang.
”Dudueletsa Modimo, ka modumo wa boitumelo, wena lefatshe lotlhe: Opelela godimo kgalalelo ya leina la one; galaletsa pako ya one. Raya Modimo o re: “Ana ditiro tsa gago di boitshega jang! Baba ba gago ba tlaa ineela mo go wena ka ntlha ya bogolo jwa thata ya gago. Lefatshe lotlhe le tlaa go obamela, le tlaa go opelela; ba tlaa opelela leina la gago.” Sela.
”O busa ka nonofo ya one ka bosakhutleng; matlho a one a tlhokometse merafe; a batsuolodi ba se ikgodise. Sela. A ko lo bakeng Modimo wa rona, lona ditšhaba, lo utlwatse lentswe la pako ya one;
”Opelelang Modimo, opelelang leina la one dipako; o o ralalang dipoa tsa naga o pagame, lo o direle tsela ya mheru; leina la one ke JAH; lo bo lo kgane ka boitumelo fa pele ga one.
”lefatshe la roroma, magodimo le one a rotha ka sebonalo sa Modimo; le e leng Sinai yole, a roroma ka sebonalo sa Modimo, Modimo wa Iseraele.
”Opelelang Modimo, lona magosi a lefatshe; a ko lo opeleleng Morena dipako, Sela; e bong ene yo o pagameng magodimo a magodimo, a a sa leng a leo bogologolo; utlwang, o ntsha lentswe la one, mme e be e le lentswe le le thata thata. A lo ko lo re: Thata ke ya Modimo; tlotlomalo ya one e okame Iseraele, thata ya one e kwa magodimong. Modimo o a boitshega o le mo mafelong a gago a a boitshepo; Modimo wa Iseraele one, o naya batho ba one thata le nonofo. A go bakwe Modimo.
”Ke tlaa baka leina la Modimo ka sefela; ke tlaa o goletsa ka go ntsha malebogo.
”A legodimo le mmake le lefatshe, le mawatle, le tsotlhe tse di bukunyang mo go one.
”Botlhe ba ba go batlang a ba itumele, ba ipele mo go wena; a ba ba ratang poloka ya gago ba nne ba bue ka gale, ba re: “A Modimo o golediwe.”
”O sa le o nkokotletsa ke sa tswa sebopelong; ke wena yo o nntshitseng mo maleng a ga mme; pako ya me e tlaa nna ka ga gago ka gale. Ke ntse jaaka segakgamatso mo bathong ba le bantsi; mme wena o botshabelo jwa me jo bo thata. Molomo wa me o tlaa tlala pako ya gago, le tlotlo ya gago ka letsatsi lotlhe.
”Nna ke tlaa nna ke solofela fela ka gale, ke tlaa fela ke ntse ke go baka bogolo bogolo.
”Le gone, ke tlaa go baka ka saletare, e bong boammaaruri jwa gago, Modimo wa me; ke tlaa go opelela ka harepe, wena Moitshepi wa Iseraele. Dipounama tsa me di tlaa itumela thata mogang ke go opelelang dipako; le mowa wa me o o o rekolotseng.
”Ba ba agileng mo dinageng ba tlaa obama fa pele ga gagwe; le baba ba gagwe ba tlaa latswa lorole.
”Ee, dikgosi tsotlhe di tlaa wela fa pele ga gagwe; merafe yotlhe e tlaa mo direla.
”Leina la gagwe le tlaa emela ruri ka bosakhutleng; leina la gagwe le tlaa nna le isiwa kwa pele ka letsatsi le sa leyo; batho ba tlaa segofala mo go ene; merafe yotlhe e tlaa mmitsa mosegofadiwa. A go bakwe Jehofa Modimo, Modimo wa Iseraele, yo o dirang dikgakgamatso a le esi; a go bakwe leina la gagwe le le galalelang ka bosakhutleng; mme a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya gagwe. A go nne jalo, fela jalo.
”Ke tlaa nna ke umaka ditiro tsa ga Jehofa; gonne ke tlaa gakologelwa dikgakgamatso tsa bogologolo. Le gone ke tlaa akanya tiro ya gago yotlhe, ke kanka ka ga tse o di dirang. Tsela ya gago Modimo, e mo felong ga boitshepo, e mang yo e leng Modimo o mogolo jaaka wena Modimo? Wena o Modimo o o dirang dikgakgamatso; o itsisitse ditšhaba thata ya gago.
”Le gone motshegare wa nna wa ba goga ka leru, le bosigo jotlhe ka lesedi la molelo.
”Ba gakologelwe fa Modimo e le lefika la bone; le go re Modimo wa Mogodimodimo ke Morekolodi wa bone.
”Opelelang Modimo, thata ya rona, ka mantswe a a tsholetsegileng; dudueletsang Modimo wa ga Jakobe ka boitumelo. Tlhabeletsang pesalema, lereng kwano moropana, harepe e e natefang le saletare.
”gore ba tle ba itse fa wena wesi; yo leina la gago e leng Jehofa, o le Mogodimodimo, o okame lefatshe lotlhe.
”Ana metlaagana ya gago e mentlentle jang, wena Jehofa wa masomosomo! Mowa wa me o tlhologeletswe, ee, o idibalela fela malwapa a ga Jehofa; pelo ya me le nama ya me di kurueletsa Modimo o o tshedileng. Ee, thaga e iponetse ntlo, le peolwane setlhaga, fa e ka bayang mamphorwana a yone gone, e bong dibeso tsa gago, Jehofa wa masomosomo, Kgosi ya me, le Modimo wa me. Go sego ba ba agileng mo ntlong ya gago; ba tlaa fela ba ntse ba go baka. Sela.
”Merafe yotlhe e o e dirileng e tlaa tla e obama fa pele ga gago; e tlaa galaletsa leina la gago; gonne o mogolo, mme o dira ditiro tse di gakgamatsang; o Modimo o o osi. Nthuta tsela ya gago, Jehofa; ke tlaa tsamaya mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me e tle e boife leina la gago. Ke tlaa go baka Morena Modimo wa me, ka pelo ya me yotlhe fela; ke tla galaletsa leina la gago ka bosenabokhutlo.
”Ba ba opelang, le ba ba binang ba tlaa re: “Metswedi ya me yotlhe e mo go wena.”
”Leitlho la me le fela ka ntlha ya tlhokofatso; ke ntse ke go bitsa, Jehofa, ka letsatsi le letsatsi ke otlololetse mabogo a me koo go wena.
”Ke tlaa opela ka ga mautlwelobotlhoko a ga Jehofa ka bosakhutleng; ka molomo wa me ke tlaa itsise boikanngo jwa gago mo tshikatshikeng tsotlhe.
”Magodimo a tlaa baka dikgakgamatso tsa gago, Jehofa; boikanngo jwa gago le jone mo phuthegong ya baitshepi. Gonne, e ka nna mang mo maaping yo o ka tshwantshiwang le Jehofa? E mang mo go bomorwa bathata yo o tshwanang le Jehofa? E le Modimo o o boitshegang thata mo lekgotleng la baitshepi; e le o o nang le go sisimogwa bogolo go botlhe ba ba o dikanyeditseng?
”Tshiamiso le katlholo ke motheo wa setulo sa gago sa bogosi; boutlwelobotlhoko bo eteletse sefatlhogo sa gago pele bo na le boammaaruri.
”Gonne o kgalalelo ya thata ya bone, lonaka lwa rona lo tlaa golediwa mo tlhogonolofatsong ya gago. Gonne thebe ya rona ke ya ga Jehofa; le kgosi ya rona ke ya Moitshepi wa Iseraele.
”Jehofa, o ntse o le boago jwa rona mo tshikatshikeng tsotlhe. E rile pele, dithaba di ise di tsalwe, le gone e rile o ise o bope lefatshe le lobopo, fela go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng, wa bo o ntse o le Modimo fela.
”Ene yo o agileng mo felong fa go sa itsiweng ga Mogodimodimo, o tlaa nnela ruri fa tlase ga moriti wa Mothatayotlhe.
”Ke selo se se molemo go ntshetsa Jehofa malebogo, le go opelela leina la gago dipako, wena Mogodimodimo;
”Jehofa o a busa; o apere borena; Jehofa o apere, o itlamile ka thata; lefatshe le lone le nitame, ga le ka ke la tshikinngwa. Setulo sa gago sa bogosi se sa le se nitama bogologolo; o ntse o leyo go tswa kwa bosasimologeng. Jehofa, merwalela e tsholeditse, merwalela e tsholeditse kgwaso ya yone; merwalela e tsholetsa makhubu a yone. Jehofa a le kwa godimo o thata thata, godimo ga dikgwaso tsa metsi a le mantsi, e bong dinteelo tse di thubanyetsegang, tse di thata thata tsa lewatle. Ditshupo tsa gago di tlhomame thata; boitshepo bo tshwanetse ntlo ya gago, Jehofa ka bosakhutleng.
”A ko lo tleng re opeleleng Jehofa; a re tsheleleng lefika la poloko ya rona lešoa la boitumelo. A re ke re tleng fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka tebogo; a re mo tsheleleng lešoa la boitumelo ka dipesalema. Gonne Jehofa ke Modimo o Mogolo, le Kgosi e kgolo godimo ga medimo yotlhe.
”A ko lo tleng, re obame, re iname; a re khubameng fa pele ga Jehofa mmopi wa rona:
”A ko lo opeleleng Jehofa sefela se seša; lefatshe lotlhe, opelelang Jehofa. Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe; bolelelang poloka ya gagwe pele ka go tlhomaganya malatsi. Kakanyang kgalalelo ya gagwe mo gare ga merafe; ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe. Gonne Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa segolo; o na le go boifiwa bogolo go medimo yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela; mme ene Jehofa o dirile magodimo. Tlotlo e fa pele ga gagwe le borena; thata e mo felong ga gagwe ga boitshepo, le bontle. Ntshetsang Jehofa, lona ditshika tsa ditšhaba; nayang Jehofa kgalalelo le thata. Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; tlisang tshupelo, mme lo tle mo malwapeng a gagwe. A ko lo obameleng Jehofa mo bontleng jwa boitshepo; a lefatshe lotlhe le rorome fa pele ga gagwe. Buang mo merafeng, lo re: “Jehofa o a busa; lobopo le lone lo nitame, ga lo kake lwa tshikinngwa; o tlaa atlhola ditšhaba ka tekatekanyo.” A magodimo a itumele, a lefatshe le ipele, a lewatle le sume, le bojotlhe jwa lone. A naga e kgane ka boitumelo, le tsotlhe tse di mo go yone; ke gone ditlhare tsotlhe tsa sekgwa di tlaa opelang ka boitumelo, fa pele ga Jehofa, gonne o etla; gonne o tla go atlhola lefatshe; o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo, le ditšhaba ka boammaaruri jwa gagwe.
”Jehofa o a busa; a lefatshe le ipele; a ditlhake tse dintsi di itumele. Maru a mo dikanyeditse le lefifi; tshiamo le katlholo ke motheo wa setulo sa gagwe sa bogosi.
”Dithabana tsa nyerologa jaaka makgaga a dinotshe ka sebonalo sa ga Jehofa, ka sefatlhogo sa Morena wa lefatshe lotlhe. Magodimo a kakanya tshiamo ya gagwe, le ditšhaba tsotlhe di bonye kgalalelo ya gagwe.
”Gonne, wena, Jehofa, O mogodimo o mogolo, godimo ga lefatshe lotlhe; o goleleditswe kgakala godimo ga medimo yotlhe.
”A ko lo opeleleng Jehofa sefela se seša; gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang; seatla sa gagwe se segolo se mo diretse poloka le lone letsogo la gagwe le le boitshepo.
”Tshelela Jehofa lešoa la boitumelo, wena lefatshe lotlhe; ponyegang lo opele ka boitumelo; ee, opelang dipako. Opelelang Jehofa dipako ka harepe; ka harepe le ka lentswe la kopelo. Ka dinaka le ka modumo wa diphala, lo tsheleng lešoa la boitumelo fa pele ga Kgosi Jehofa. A lewatle le sume, le bojotlhe jwa lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone; a merwalela e opaope diatla tsa yone; a dithabana di opele mmogo ka boitumelo;
”Jehofa o a busa; a ditšhaba di rorome; o ntse mo ditšherubeng; a lefatshe le tshikinyege. Jehofa o mogolo mo Sione; mme o kwa godimo, godimo ga ditšhaba tsotlhe. A ba bake leina la gago le legolo, le le boitshegang; go boitshepo ene. Nonofo ya kgosi le yone e rata katlholo; o tle o tlhomamise tekatekanyo, o dirafatse katlholo le tshiamo mo go Jakobe. Lona, goletsang Jehofa, Modimo wa rona, lo obame fa sebeong sa dinao tsa gagwe; go boitshepo ene.
”Goletsang Jehofa, Modimo wa rona, mme lo obame kwa thabaneng ya gagwe e e boitshepo; gonne Jehofa Modimo wa rona o boitshepo.
”Tshelelang Jehofa lošoa la boitumelo, lona mafatshe otlhe. Direlang Jehofa ka boipelo; tlang fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka go opela. Itseng fa Jehofa e le ene Modimo, ke ene yo o re dirileng, mme re ba gagwe; re batho ba gagwe, le dinku tsa bohulo jwa gagwe. Tsenang mo dikgorong tsa gagwe ka go ntsha tebogo, le mo malwapeng a gagwe ka pako; mo ntshetseng malebogo, mme lo bake leina la gagwe. Gonne Jehofa o molemo; boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng; le boikanngo jwa gagwe mo ditshikatshikeng tsotlhe.
”Ke tlaa opela ka ga boutlwelobotlhoko le katlholo; Jehofa ke wena ke tlaa go opelelang dipako.
”Jalo merafe e tlaa boifa leina la ga Jehofa, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe, di tlaa boifa kgalalelo ya gago; gonne Jehofa o tsosolositse Sione go o aga; o bonetse mo kgalalelong ya gagwe.
”O sa le o thaya motheo wa lefatshe bogologolo; le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. Tsone di tlaa nyelela, mme wena o tlaa nna fela; ee, tseo tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo; o tlaa di fetola jaaka morepo; mme di tlaa fetoga; mme wena, o ntse o ntse jaaka o ntse fela; dinyaga tsa gago ga di ketla di dira le bokhutlo.
”Baka Jehofa, mowa wa me; le tsotlhe tse di mo teng ga me a di bake leina la gagwe le le boitshepo. Baka Jehofa, mowa wa me, mme o se ka wa lebala dithuso tsa gagwe tsotlhe;
”Jehofa o tlhomamisitse setulo sa gagwe sa bogosi mo magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo busa gotlhe fela.
”Bakang Jehofa lona baengele ba gagwe; lona dinatla mo nonofong, ba lo dirafatsang lefoko la gagwe, lo ntse lo reeditse lentswe la lefoko la gagwe. Bakang Jehofa lona masomosomo otlhe a gagwe; lona badiredi ba gagwe ba lo dirang go natefelwa ga gagwe. Bakang Jehofa lona ditiro tsotlhe tsa gagwe, mo mafelong otlhe a puso ya gagwe. Baka Jehofa mowa wa me.
”Baka Jehofa, mowa wa me. Jehofa, Modimo wa me, o mogolo thata! O apere tlotlo le borena. Yo o ikapesang ka lesedi jaaka ka seaparo; yo o ngamolang magodimo jaaka sesiro;
”Jehofa, ana ditiro tsa gago di methalethale jang! O di dirile ka botlhale tsotlhe fela; lefatshe le tletse dikhumo tsa gago. Fale go lewatle, le legolo, le atlhame, le dilo tse di gagabang tse di se nang palo di mo go lone, ditshedi tse dipotlana le tse dikgolo.
”A kgalalelo ya ga Jehofa e eme ka bosakhutleng; a Jehofa a itumele mo ditirong tsa gagwe; yo o lebang lefatshe, mme le rorome; a ame dithaba, mme di kue mosi. Ke tlaa re ke sa ntse ke tshedile ke nne ke opelele Jehofa; ke tlaa re ke sa ntse ke leyo ke nne ke bake Modimo wa me. A go akanya ga me go nne monate mo go one; ke tlaa itumela mo go Jehofa. A baleofi ba nyelediwe, ba tloge mo lefatsheng, mme a baikepi ba se tlhole ba leyo gope. Baka Jehofa mowa wa me. Lona, bakang Jehofa.
”A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe; madiro a gagwe lo a itsefatse mo ditšhabeng. Mo opeleleng, mo opeleleng dipako; buang ka ga ditiro tsa gagwe tsotlhe tse di gakgamatsang. Kgantshang ka leina la gagwe le le boitshepo; a dipelo tsa ba ba batlang Jehofa di itumele. Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng. Gakologelwang ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse o di dirileng; dikgakgamatso tsa gagwe, le dikatlholo tsa molomo wa gagwe;
”Bakang Jehofa. A lo ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; ka gobo boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng. E mang yo o ka bolelang ditiro tsa ga Jehofa tsa bonatla, le fa e le go bonatsa pako ya gagwe yotlhe?
”Re boloke, Jehofa, Modimo wa rona, o bo o re phuthe go re ntsha mo merafeng, go tla re ntshetsa leina la gago le le boitshepo malebogo, le go ja koma mo pakong ya gago. A go bakwe Jehofa, Modimo wa Iseraele, go tswa bosasimologeng go ya fela bosaengkae. Mme batho botlhe ba re: “A go nne jalo.” Bakang Jehofa.
”A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”A ba ke ba mo goletse le mo phuthegong ya sešaba, ba mmake mo sennong sa bagolwane.
”Modimo, pelo ya me e nitame; ke tlaa opela, ee, ke tlaa opela dipako, le ka e e leng kgalalelo ya me. Tsogang, saletare le harepe; nna ka nosi ke tlaa tsoga ka maphakela a magolo. Ke tlaa go ntshetsa malebogo mo gare ga ditšhaba, Jehofa; ke tlaa go opelela dipako mo gare ga merafe. Gonne boutlwelobothoko jwa gago bo le bogolo godimo ga magodimo, le boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa maaping. O nne o golediwe, Modimo, godimo ga magodimo; le kgalalelo ya gago godimo ga lefatshe lotlhe.
”Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo a magolo ka molomo wa me; ee, ke tlaa mmaka fa gare ga bontsi jwa batho.
”Bakang Jehofa. Ke tlaa ntshetsa Jehofa malebogo ka pelo yotlhe ya me mo lekgotleng la bathokgami, le mo phuthegong. Ditiro tsa ga Jehofa di kgolo, di tlhotlhomisiwa ke botlhe ba ba kgatlhegang mo go tsone. Tiro ya gagwe ke tlotlo le borena, mme tshiamo ya gagwe e eme ka bosakhutleng.
”O iseditse batho ba gagwe kgololo; kgolagano ya gagwe o e laoletse ruri; leina la gagwe le boitshepo, le a sisimogwa. Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale botlhe ba ba dirang ka ga gone ba na le tlhaloganyo e e molemo; pako ya gagwe e eme ka bosakhutleng.
”Bakang Jehofa. Bakang lona batlhanka ba ga Jehofa, bakang leina la gagwe. A go bakwe leina la ga Jehofa, go tloga fano gompieno go ya bosakhutleng. Go tswa botlhabatsatsi, go ya bophirimong jwa lone, leina la ga Jehofa le na le go bakwa fela.
”Jehofa o godimodimo, godimo ga merafe yotlhe, kgalalelo ya gagwe godimo ga magodimo. E mang yo o tshwanang le Jehofa Modimo wa rona, yo setulo sa gagwe se kwa godimong? Yo o ikokobetsang gore a bone dilo tse di kwa legodimong le mo lefatsheng.
”E seng rona Jehofa, e seng rona, mme naya leina la gago kgalalelo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago, le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago.
”Mme rona re tlaa baka Jehofa, go tloga fano gompieno go ya bosakhutleng. Bakang Jehofa.
”Ke tlaa go isetsa setlhabelo sa tebogo, mme ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa. Ke tlaa lefela Jehofa maikano a me, ee, fa pele ga batho botlhe ba gagwe; mo malwapeng a ntlo ya ga Jehofa, mo gare ga gago, wena Jerusalema. Bakang Jehofa.
”A ko lo bakeng Jehofa, lona merafe yotlhe; lo mmakeng, lona ditšhaba tsotlhe. Gonne kutlwelobotlhoko ya gagwe ntlheng ya rona e kgolo thata; le boammaaruri jwa ga Jehofa bo eme ka bosakhutleng. Bakang Jehofa.
”A jaanong ba ba boifang Jehofa ba bue ba re: “Boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.”
”Seatla se segolo sa ga Jehofa se goletsegile; seatla se segolo sa ga Jehofa se dira ka bonatla.”
”Ke tlaa go ntshetsa malebogo, ka gobo o nkarabile, o bile o diregile poloka ya me. Lentswe le baagi ba le ganneng, le diregile tlhogo ya kgokgotšho. Mo, ke mo go dirilweng ke Jehofa; go a gakgamatsa mo matlhong a rona. Le, ke letsatsi le Jehofa o le dirileng; re tlaa itumela, re ipela mo go lone.
”Wena o Modimo wa me, ke tlaa go ntshetsa malebogo; o Modimo wa me ke tlaa go goletsa. A ko lo ntshetse Jehofa malebogo, gonne o molemo; boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”Ke tlaa go ntshetsa malebogo ka thokgamo ya pelo, mogang ke ithutang dikatlholo tsa gago tse di siameng.
”Bosigo gare ke tlaa tsoga ke go leboga, ka ntlha ya dikatlholo tsa gago tse di siameng.
”Ke tle ke go bake gasupa ka letsatsi, ka ntlha ya dikatlholo tsa gago tse di siameng.
”A dipounama tsa me di bue pako; gonne o nthuta ditao tsa gago.
”“Re tlaa tsena mo metlaaganeng ya gagwe; re tlaa obama fa sebeong sa dinao tsa gagwe.
”Tsholeletsang diatla tsa lona kwa felong ga boitshepo, mme lo bake Jehofa.
”Bakang Jehofa; lo bakeng leina la ga Jehofa; lo mmakeng lona batlhanka ba ga Jehofa; lona ba lo emang mo ntlong ya Jehofa, mo malwapeng a ntlo ya Modimo wa rona. Lo bakeng Jehofa; gonne Jehofa o molemo; opelelang leina la gagwe dipako; gonne go monate.
”A go bakwe Jehofa mo Sione, yo o agileng kwa Jerusalema. Bakang Jehofa.
”A ko lo ntshetseng Modimo wa medimo malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng. A ko lo ntshetseng Morena wa barena malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”A ko lo ntshetseng Modimo wa legodimo malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa one bo eme ka bosakhutleng.
”Ke tlaa go ntshetsa malebogo ka pelo yotlhe ya me; fa pele ga medimo ke tlaa go opelela dipako. Ke tlaa obama ke lebile tempele ya gago e e boitshepo, ke tlaa ntshetsa leina la gago malebogo ka ntlha ya mapelonomi a gago a lorato, le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago; gonne o godiseditse lefoko la gago godimo ga leina la gago lotlhe fela. E rile mo letsatsing le ke biditseng ka lone, wa nkaraba, wa nnonofisa ka thata mo moeng wa me. Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di tlaa go ntshetsa malebogo, Jehofa, gonne di utlwile mafoko a molomo wa gago. Ee, di tlaa opela ka ga ditsela tsa ga Jehofa; gonne kgalelelo ya ga Jehofa e kgolo.
”Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.
”Ke otlololela diatla tsa me kwa go wena; mowa wa me o go nyorelwa jaaka lefatshe le le kgalegileng.
”Modimo, ke tlaa go opelela sefela se seša; ke tlaa go opelela dipako ka seletso se se megala e le some.
”Modimo wa me, ke tlaa go godisa, Kgosi; ke tlaa baka leina la gago ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Ke tlaa go baka ka malatsi otlhe; ke tlaa baka leina la gago ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa thata; bogolo jwa gagwe ga bo na phukutso. Losika longwe lo tlaa baka ditiro tsa gago go ya losikeng lo longwe, mme lo tlaa kakanya ditiro tsa gago tsa bonatla. Ke tlaa akanya borena jo bo galalelang jwa tlotlego ya gago, le ditiro tsa gago tse di gakgamatsang. Batho ba tlaa bua ka ga bonatla jwa ditiro tsa gago tse di boitshegang; mme ke tlaa bolela bogolo jwa gago. Ba tlaa bolela kgakologelo ya molemo o mogolo wa gago, ba tlaa opela ka ga tshiamo ya gago.
”Ditiro tsotlhe tsa gago di tlaa go ntshetsa malebogo, Jehofa; le baitshepi ba gago ba tlaa go baka. Ba tlaa bua ka ga kgalalelo ya bogosi jwa gago, ba bua ka ga thata ya gago; go itsise bana ba batho ditiro tsa gagwe tsa bonatla, le kgalalelo ya borena jwa bogosi jwa gagwe. Bogosi jwa gago ke bogosi jo bo se nang bokhutlo, le puso ya gago e eme go ya ditshikatshikeng tsotlhe.
”Molomo wa me o tlaa bua pako ya ga Jehofa; a nama yotlhe e bake leina la gagwe le le boitshepo, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
”Bakang Jehofa, baka Jehofa, wena mowa wa me. Ke tlaa nna ke baka Jehofa ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa opelela Modimo wa me dipako ka ke sa ntse ke leyo.
”Jehofa o tlaa busa ka bosakhutleng, e bong Modimo wa gago Sione, go ya tshikatshikeng tsotlhe fela. Bakang Jehofa.
”Bakang Jehofa; gonne go molemo go opelela Modimo wa rona dipako, gonne go monate, mme pako e tshwanetse.
”O bolela palo ya dinaledi, o di raya maina tsotlhe fela. Morena wa rona o mogolo, o senatla mo nonofong; tlhaloganyo ya gagwe ke mo go se nang kankabetso. Jehofa o tshegetsa bapelonomi; mme o folosetsa baikepi fa fatshe. Opelelang Jehofa ka tebogo; opelelang Modimo wa rona dipako ka harepe.
”Bakang Jehofa, lo bakeng Jehofa lo le kwa magodimong; mmakeng mo mafelong a a godimo. Mmakeng lona lotlhe baengele ba gagwe; mmakeng lona lotlhe masomosomo a gagwe. Lo mmakeng letsatsi le kgwedi; lo mmakeng lona lotlhe dinaledi tsa lesedi. Mmakeng lona magodimo a magodimo, le lona metsi a lo leng kwa godimo ga magodimo A tsotlhe di bake leina la ga Jehofa; gonne o ne a laola, mme tsa tlholega. Le gone o di tlhomamiseditse bosakhutleng le bosaengkae; o tlhomile molao o o se ketlang o feta.
”Bakang Jehofa lo le mo lefatsheng, lona maruarua, le lona lotlhe madiba a a boteng; molelo le sefako; kapoko le mouwane, phefo e e matsubutsubu e e dirafatsang lefoko la gagwe; dithaba le dithabana tsotlhe; ditlhare tse di ungwang, le masetara otlhe; diphologolo le dikgomo tsotlhe; dilo tse di gagabang le dinonyane tse di fofang; dikgosi tsa lefatshe le ditšhaba tsotlhe; dikgosana le baatlhodi botlhe ba lefatshe; makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana; a ba bake leina la ga Jehofa; gonne leina la gagwe ke lone losi le le goletsegileng; kgalalelo ya gagwe e godimo ga lefatshe le legodimo.
”Bakang Jehofa. Opelelang Jehofa sefela se seša, le pako ya gagwe mo phuthegong ya baitshepi. A Iseraele a itumele mo go ene yo o mo dirileng; bana ba Sione ba ipele mo kgosing ya bone. A ba bake leina la gagwe ka go bina; a ba mo opelele dipako ka moropana le harepe. Gonne Jehofa o na le kgatlhego mo bathong ba gagwe; o tlaa kgabisa ba ba pelonomi ka poloko. A baitshepi ba kgane ka boitumelo mo kgalalelong; a ba opele ka boitumelo ba le mo malaong a bone. A dipako tse dikgolo tsa Modimo di nne mo molomong wa bone le tšhaka e e magale mabedi e nne mo diatleng tsa bone:
”Bakang Jehofa. Lo bakeng Modimo mo felong ga one ga boitshepo, o bakeng mo phuthologong ya thata ya one. O bakeleng ditiro tsa one tsa bonatla; o bakeng ka fa bogolong jwa one jo bo gaisang. O bakeng ka tumo ya lonaka; o bakeng ka saletare le harepe. O bakeng ka moropana le ka go bina; o bakeng ka diletso tse di megala le ka ditlhaka. O bakeng ka disemebala tse di tumo kgolo; o bakeng ka disemebala tse di dumang ka lentswe le le kwa godimo. A dilo tsotlhe fela tse di nang le mowa di bake Jehofa. Bakang Jehofa.
”Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale; go itse Moitshepi ke yone tlhaloganyo.
”E mang yo o tlhatlogetseng legodimong, a ba a fologa? E mang yo o huparetseng diphefo mo matsweleng a gagwe? E mang yo o bofeletseng metsi mo seaparong sa gagwe? E mang yo o tlhomamisitseng dikhutolo tsotlhe tsa lefatshe? E mang leina la gagwe, le leina la ga morwawe e mang fa o itse?
”A a nkatle ka dikatlo tsa molomo wa gagwe; gonne lorato lwa gago lo molemo bogolo go bojalwa jwa mofine. Ditlolo tsa gago di na le monko o o monate; leina la gago le ntse jaaka setlolo se se itshelwang; ke gone ka moo makgarebane a go ratang. Nkgoga, re tlaa siana re go setse morago; kgosi e nkisitse mo matlwaneng a yone; re tlaa itumela re ipela mo go wena, re tlaa umaka lorato lwa gago bogolo go bojalwa jwa mofine; ba go rata ka tshiamo.
”E mang yo o tlhatlogang a tswa kwa nageng jaaka dithogomusi tsa mosi; a nkgisitswe monate ka mura le ka lebano, le ka dikubuelo tsotlhe tsa morekisi.
”Tsoga, wena phefo ya botsheka; o tle, wena borwa; fokela tshimo ya me, gore dinkgisa monate tsa yone di aname. A moratwa wa me a tle mo tshimong ya gagwe, mme a je maungo a gagwe a a tlhokegang.
”Tsena mo lefikeng, o bo o iphitlhe mo loroleng, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe.
”Batho ba tlaa tsena mo dikgageng tsa mafika le mo mesimeng ya lefatshe, ba tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe, motlhang o nanogelang go reketlise lefatshe ka thata e kgolo.
”Mme a tsena mo meoleng e metona ya mafika, le mo dipharong tsa mafika a a makgawekgawe, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe, motlhang o nanogelang go reketlisa lefatshe ka thata e kgolo.
”Mme Jehofa o tlaa tlhola leru le mosi go nna mo godimo ga bonno jotlhe jwa thaba ya Sione, le godimo ga diphuthego tsa one mo motshegareng, le go phatsima ga molelo o o tutumang bosigo; gonne mo godimo ga kgalalelo yotlhe go tlaa tsharololelwa logogo lo lo sirang.
”Jehofa wa masomosomo o godisiwa mo katlholong, le Modimo Moitshepi o itshepisiwa mo tshiamong.
”E rile ka ngwaga o Usia o suleng ka one, ka bona Morena a dutse mo setulong sa bogosi, se le kwa godimo, se tsholetsegile, mme meja ya dikobo tsa gagwe ya tlala ka tempele. Fa godimo ga gagwe ga bo go eme boserafe: mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; ka di le pedi a ipipa sefatlhogo, ka di le pedi a ipipa dinao, mme di le pedi a fofa ka tsone. Ba goalana ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Jehofa wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.” Metheo ya direpudi ya tsikinngwa ke lentswe la yo o goang, mme mosi wa tlala ka ntlo. Foo ka bua, ka re: “Ija! Nna wee! Gonne ke latlhegile; ka ke le motho yo ke dipounama di leswe, ke bile ke agile fa gare ga batho ba ba dipounama di leswe; gonne matlho a me a bonye Kgosi, Jehofa wa masomosomo.”
”Gonne ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: “Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.” Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo, a le mo setulong sa bogosi sa ga Dafite, le mo bogosing jwa gagwe go bo tlhomamisa, le go bo tshegetsa ka katlholo le ka tshiamo, go tloga gompieno go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tlaa dirafatsa selo se.
”Mowa wa ga Jehofa o tlaa nna mo go ene, mowa wa botlhale le wa tlhaloganyo, mowa wa kgakololo le wa nonofo, mowa wa kitso le wa go boifa Jehofa.
”Mme lo tlaa bua mo letsatsing leo, lo re: “Ntshetsang Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe, kakanyang ditirotiro tsa gagwe mo ditšhabeng, umakang, go re, leina la gagwe le goletsegile. Opelelang Jehofa; gonne o dirile dilo tse di gaisang; mo, a go itsiwe mo lefatsheng lotlhe. Kuela godimo, o goe, wena monni wa Sione; gonne go mogolo moitshepi wa Iseraele mo gare ga gago.”
”E tlaa re mo letsatsing leo motho o tlaa leba Modiri wa gagwe, le matlho a gagwe a tlaa tlhokomela Moitshepi wa Iseraele.
”Bao ba tlaa tsholetsa lentswe la bone, ba tlaa goa; ba tlaa goa ka thata, ba goela borena jwa ga Jehofa ba le kwa lewatleng. Ke gone ka moo, lo galaletseng Jehofa ntlheng ya botlhabatsatsi, e bong leina la ga Jehofa Modimo wa Iseraele, mo ditlhakeng tsa lewatle.
”Jehofa, o Modimo wa me; ke tlaa go godisa, ke tlaa baka leina la gago, gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang, e bong dikgakololo tsa bogologolo, mo boikanngong le mo boammaaruring. Gonne o dirile motse gore o nne mokoa fela; le gore motse o o thekeleditsweng o nne marope fela; ntlo ya kgosi ya baeng, gore e se nne motse wa sepe; ga o ketla o tlhola o agiwa gope. Ke gone ka moo tšhaba e e thata e tlaa go galaletsang, motse wa merafe e e boitshegang o tlaa go boifa.
”Ikanyeng mo go Jehofa ka bosakhutleng; gonne mo go MORENA JEHOFA go na le lefika la bosaengkae.
”Mo letsatsing leo Jehofa wa masomosomo o tlaa nna serwalo sa tlhogo sa kgalalelo, le tlhoro e ntle mo masaleleng a batho ba gagwe.
”Lona lo tlaa nna le kopelo jaaka mo bosigong jwa fa go jewa moletlo o o boitshepo; le boitumelo jwa pelo jaaka fa mongwe a gwanta ka molodi wa lotlhaka, a ya kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa Lefikeng la Iseraele. Jehofa o tlaa utlwatsa lentswe la gagwe le lentlentle, a bonaletsa go bata ga letsogo la gagwe, le na le kgakalo ya bogale jwa gagwe, le kgabo ya molelo o o lailang, le leratla, le ledimo, le difako.
”Matlho a gago a tlaa bona kgosi e le mo bontlentleng jwa yone; a tlaa leba lefatshe le le namaletseng kwa kgakala.
”Gonne Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Motlhoma molao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona; ene o tlaa re boloka.
”mme ba Jehofa o ba lefetseng ba tlaa bowa, ba tlaa tla ka kopelo mo Sione; boitumelo jwa bosakhutleng bo tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa bona boipelo le boitumelo; mme bohutsana bo tlaa fofela koo le diphegelo.
”Jehofa o iketleeditse go mpoloka; ke gone ka moo re tlaa opelang difela tsa me ka diletso tse di ditlhale, ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona, mo ntlong ya ga Jehofa.
”le kgalalelo ya ga Jehofa e tlaa senolwa, nama yotlhe e tlaa e bona mmogo; gonne molomo wa ga Jehofa o se buile.”
”E mang yo o lekantseng metsi mo khuting ya seatla sa gagwe, a lekanya legodimo ka go paralatsa menwana ya gagwe, a tlhaloganya lorole lwa lefatshe ka seelo, a lekanya bokete jwa dithaba mo tekanyetsong, le jwa makhubu mo selekanyong se se pegang?
”A ga lo ise lo ko lo itse? A ga lo ise lo ko lo utlwe? A ga lo a go bolelelwa le mo tshimologong? A ga lo a tlhaloganya e sa le ka go thaiwa ga lefatshe? Ke ene yo o dutseng mo go okameng lefatshe, mme banni ba lone ba ntse jaaka ditsiakgope fela; yo o phuthololang magodimo jaaka sesiro, a a tsharolole jaaka mogope o o nnwang. Yo o dirang dikgosana bosengsepe; a dire baatlhodi ba lefatshe go nna jaaka lefela fela.
”Kalelang matlho a lona godimo, lo bone yo o tlhodileng dilo tse, yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina; ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe, le ka go bo a nonofile mo thateng, fa go se sepe se se tlhokafalang.
”A ga o ise o itse? A ga o ise o utlwe? Modimo o o sa khutleng, Jehofa Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe, ga a idibale, ga a lape; tlhaloganyo ya gagwe ga e na go tlhotlhomisiwa gope.
”O tlaa a olosa, mme phefo e tlaa a kgophola, le setsuatsue se tlaa a phatlalatsa; wena o tlaa itumela mo go Jehofa, o kgana ka Moitshepi wa Iseraele.
”Ke nna Jehofa; ke lone leina la me; le kgalalelo ya me ga nketla ke e naya o sele, le fa e le pako ya me dithswantsho tse di setilweng. Bonang, dilo tsa pele di dirafetse, ke bile ke bolela dilo tse dintšha; ke di lo bolelela pele di e se di tswele kwa ntle.” Opelelang Jehofa sefela se seša, le pako ya gagwe go tswa bokhutlong jwa lefatshe; lona ba lo fologelang mo lewatleng, le tsotlhe tse di mo go lone; le ditlhake le banni ba tsone. A naga le metse ya teng e tsholetse mantswe a yone, metsana e Ketara o nnang mo go yone; a banni ba Sela ba opele, a ba kue ba le godimo ga dithaba. A ba neye Jehofa kgalalelo, ba bolele pako ya gagwe mo ditlhakeng.
”E bong mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me, yo ke bileng ka mo tlholela kgalalelo ya me; nna ke mmopile; ee, nna ke mo dirile.”
”“Lona lo basupi ba me,” go bua Jehofa: “o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenketseng; gore lo tle lo itse, lo ntumele, lo bo lo tlhaloganye fa ke le ene; e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo ope, le gone ga go ketla go nna ope morago ga me. Nna e leng nna, ke Jehofa, mme kwa ntle ga me ga go na mmoloki ope.
”Ke nna Jehofa Moitshepi wa lona, Motlhodi wa Iseraele, Kgosi ya lona.”
”E bong batho ba ke ba ipopetseng, gore ba tle ba ranole pako ya me.”
”Go bua jaana Jehofa, Kgosi ya Iseraele le morekolodi wa gagwe, Jehofa wa masomosomo a re: “Ke nna wa ntlha, ke bile ke wa bofelo, mme kwa ntle ga me ga go na Modimo ope.
”Opelang lona magodimo, gonne Jehofa o dirile; thelang lošalaba lona mafelo a kwa tlase a lefatshe; ponyegang ka sefela, lona dithaba; wena sekgwa, le setlhare sengwe le sengwe se se mo go sone; gonne Jehofa o rekolotse Jakobe, o tlaa ikgalaletsa mo go Iseraele.
”Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele; kwa ntle ga me ga go na Modimo ope; ke tlaa go tlama le fa o ntse o sa nkitse; gore ba itse ba le kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, fa go se na ope kwa ntle ga me; ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele. Ke bopa lesedi, ke bile ke tlhola lefifi; ke dira kagiso, ke bile ke tlhola bosula; ke nna Jehofa, yo ke dirang dilo tse tsotlhe fela.
”Gonne go bua jaana Jehofa yo o tlhodileng magodimo; ke ene Modimo; o o bopileng lefatshe wa le dira; o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka wa le tlholela lefela, wa le bopela go ungwa; a re: “Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.
”Lebang kwa go nna, lo bolokwe lona lotlhe dikhutlo tsa lefatshe; gonne nna ke Modimo, mme ga go na ope o sele. Ke ikanne ka nna ka nosi, lefoko le dule mo molomong wa me mo tshiamong, mme ga le ketla le boa, la go re: ‘Mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ikana ka nna.’
”Gakologelwang dilo tsa pele tsa bogologolo; gonne ke nna Modimo, mme ga go na ope o sele; ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna. Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe; ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’
”Morekolodi wa rona, Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe, Moitshepi wa Iseraele.
”“Ntheetsa, wena Jakobe, le Iseraele mmidiwa wa me; ke nna ene; ke wa ntlha, ke bile ke nna wa bofelo. Ee, seatla sa me se thaile motheo wa lefatshe, seatla sa me se segolo se phutholotse magodimo, ya re ke a bitsa a nanogela gongwe fela.
”Go bua jaana Jehofa, morekolodi wa Iseraele, le Moitshepi wa gagwe, o raya ene yo motho o mo nyatsang, ene yo o fedisang morafe pelo, le motlhanka wa balaodi, a re: “Dikgosi di tlaa bona di ba di nanoga; dikgosana di tlaa obama; ka ntlha ya ga Jehofa yo o boikanngo, e bong Moitshepi wa Iseraele yo o go itshenketseng.”
”Opelang, lona magodimo; o ipele wena lefatshe; ponyegang mo kopelong, lona dithaba; gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe; mme o tlaa tlhomogela babogisiwa ba gagwe pelo.
”A lentswe la balebedi ba gago! Ba tsholetsa lentswe, ba opela mmogo; gonne ba tlaa bona ba lebanye mo matlhong, mogang Jehofa o boelang mo Sione. Ponyegang ka boitumelo, lo opele mmogo lona mafelo a a kgakgabetseng a Jerusalema; gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe, o rekolotse Jerusalema.
”Gonne Modiri wa gago ke ene monna wa gago; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe; le Moitshepi wa Iseraele ke ene Morekolodi wa gago; o tlaa bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe.
”“Gonne lo tlaa tswa ka boitumelo lo tlaa ntshiwa lo gogwa ka kagiso; dithaba di tlaa ponyega ka kopelo, le makhubu fa pele ga lona, le ditlhare tsotlhe tsa naga di tlaa opa diatla.
”Gonne go bua jaana Ene yo o godimo, yo o godileng thata, yo o ntseng mo Bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Boitshepo, a re: “Ke agile mo felong ga godimo le ga boitshepo, le gone ke nna le ene yo o mowa o o ngomogileng, o o ikokobeditseng, go rudisa mowa wa ba ba ikokobeditseng, le go rudisa pelo tsa ba ba pelo e e ngomogileng.
”Letsatsi ga le ketla le tlhola e le lesedi la gago motshegare, le kgwedi ka go phatsima ga e ketla e go naya lesedi; mme Jehofa o tlaa nna lesedi la gago le le sa khutleng; le Modimo wa gago o tlaa nna kgalalelo ya gago. Letsatsi la gago ga le ketla le tlhola le phirima, le kgwedi ya gago ga e ketla e tlhola e kotlomela; gonne Jehofa o tlaa nna lesedi la gago le le sa khutleng, mme malatsi a khutsafalo a gago a tlaa bo a khutlile. Batho ba gago le bone ba tlaa nna tshiamo botlhe, ba tlaa rua lefatshe ka bosenabokhutlo; e le kala ya go tlhongwa ga me, e le tiro ya diatla tsa me, gore ke tle ke galalediwe.
”go laolela ba ba hutsafetseng mo Sione, go ba naya mokgabo wa ditšheše boemong jwa melora, lookwane lwa boitumelo boemong jwa khutsafalo, seaparo sa pako mo boemong jwa mowa wa ngodiego; gore ba bidiwe ditlhare tsa tshiamo, tse di tlhomilweng ke Jehofa, gore a galalediwe.
”A tsamaisa letsogo la gagwe le le galalelang ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la ga Moše? A tsetsereganya metsi fa pele ga bone, go itirela leina le le sa khutleng?
”Gonne o rraetsho, le fa Aberahame a sa re itse, le Iseraele a sa re dumele; wena Jehofa o rraetsho: Morekolodi go tswa bosenangtshimologo ke leina la gago.
”Jaana Jehofa, o rraetsho; rona re letsopa, mme wena o mmopi wa rona; rona rotlhe re tiro ya seatla sa gago.
”Go bua jaana Jehofa, a re: “Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao; lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang? Le felo ga boikhutso jwa me e tlaa nna gofe?
”“Gonne jaaka magodimo a maša a ke tlaa a dirang a tlaa sala a ntse fa pele ga me, le lefatshe le leša, losika lwa lone lo tlaa sala lo ntse jalo, le leina la lone jalo,” go bua Jehofa. “Go tlaa dirala, go re, go tloga mo kgweding e ntšha nngwe go ya kwa go e nngwe, le mo Sabateng mongwe go ya kwa go o mongwe, nama yotlhe e tlaa tla go obama fa pele ga me,” go bua Jehofa.
”A ga lo mpoife?” Go bua Jehofa: “A ga lo ketla lo roroma ka sebonalo sa me, nna yo ke beileng mošawa gore o nne mmotwana wa lewatle ka molao o o sa khutleng, gore le se ka la o feta? Mme le fa makhubu a lone a itlodisa, le fa go ntse jalo ga a fenye, le fa a suma ka mosumo o mogolo, le fa go ntse jalo ga a na nonofo ya go o tlola.
”Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri; ke ene Modimo o o tshedileng, le Kgosi e e sa khutleng; lefatshe le roroma ka tšararego ya gagwe, le merafe ga e a nonofa go itshokela kgakalo ya gagwe.
”Opelelang Jehofa, bakang Jehofa; gonne o golotse mowa wa motlhoki mo seatleng sa ba ba dirang bosula.
”A mongwe o ka iphitlha mo mafelong a a sa itsiweng ke sa mmone?” go bua Jehofa. “A ga ke a tlala ka legodimo le ka lefatshe?” Go bua Jehofa.
”“A lefoko la me ga le a nna jaaka molelo?” Go bua Jehofa; “le jaaka noto e e thubaganyang lefika?
”Lo tlaa mpatla, mme lo tlaa mpona, mogang lo mpatlang ka pelo yotlhe ya lona.
”“Ao Jehofa Modimo! bona, o dirile legodimo le lefatshe ka thata e kgolo ya gago, le ka letsogo la gago le le otlologileng; ga go na sepe se se ka go retelelang. Yo o supetsang ba ba makgolokgolo kutlwelobotlhoko, mme boikepo jwa borrabana a bo lefetse mo sehubeng sa bana ba bone morago ga bone. Modimo o mogolo, o o thata, Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe;
”“Bona, ke nna Jehofa Modimo wa batho botlhe; a go na le sengwe se se ka nthetelelang?
”go tlaa ba go utlwala teng modumo wa boitumelo le modumo wa boipelo, lentswe la monyadi le lentswe la monyadwi, le lentswe la ba ba reng: “ ‘Bakang Jehofa wa masomosomo, gonne Jehofa wa molemo, gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng’; “le modumo wa ba ba lereng ditlhabelo tsa tebogo mo ntlong ya ga Jehofa. Gonne ke tlaa busa botshwaro jwa lefatshe jaaka ga ntlha, go bua Jehofa.
”Nanoga, o kue mo bosigong, mo tshimologong ya ditebelo; thela pelo ya gago jaaka metsi fa pele ga sefatlhogo sa Morena; mo tsholeletse diatla tsa gago ka ga botshelo jwa banyana ba gago ba bannye, ba ba idibalang ka tlala fa dibaeng tsa mebila yotlhe fela.
”A re tsholeletseng Modimo mo magodimong dipelo di na le diatla tsa rona.
”Wena Jehofa, o ntse ka bosakhutleng; setulo sa gago sa bogosi se ntse mo tshikatshikeng tsotlhe.
”E ne e re di tsamaya, ka utlwa mosumo wa diphuka tsa tsone o ntse jaaka mosumo wa metsi a magolo, jaaka lentswe la Mothatayotlhe, e le mosumo wa pheretlho o ntse jaaka mosumo wa ntwa; e ne e re di ema, di losolole diphuka. Ga bo go le lentswe fa godimo ga phuthologo ya loapi e e okameng ditlhogo tsa tsone; e ne e re di ema, di losolole diphuka. Kwa godimo ga phuthologo ya loapi e e okameng ditlhogo tsa tsone go ne go le setshwano sa setulo sa bogosi, se ntse jaaka ponalo ya lentswe la safire: mme mo godimo ga setshwano sa setulo sa bogosi go ne go le setshwano se se ntseng jaaka ponalo ya motho mo go sone fa godimo. Ka bona ekete mmala wa motsodutsokwane, ekete ponalo ya molelo mo teng ga sone ka ntlha tsotlhe, go simolola ka ponalo ya lotheka lwa gagwe go ya kwa godimo; mme go simolola ka lotheka lwa gagwe go ya kwa tlase ka bona ekete ponalo ya molelo, mme go le phatsimo ntlheng tsotlhe tsa gagwe. Jaaka ponalo ya mola wa godimo o o mo lerung mo motlheng wa pula, ponalo ya phatsimo e ne e ntse jalo mo tikologong. Eo e ne e le ponalo ya kgalalelo ya ga Jehofa. Mme ya re ke e bona, ka wela ka sefatlhogo fa fatshe, mme ka utlwa lentswe la mongwe yo o buang.
”Foo mowa wa ntsholetsa, mme ka utlwa fa morago ga me lentswe la tsubalalo e kgolo, le re: “A go bakwe kgalalelo ya ga Jehofa mo felong ga gagwe.”
”Foo ka nanoga, ka tswela kwa lobaleng; mme bonang, kgalalelo ya ga Jehofa ya ema teng, e ntse jaaka kgalalelo e ke e bonyeng fa nokeng ya Kebare; mme ka wela ka sefatlhogo fa fatshe.
”Mme bonang, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e le teng, ka fa ponalong e ke kileng ka e bona kwa lobaleng.
”Kgalalelo ya ga Jehofa ya tlhatloga mo tšherubeng, ya ya ya okama serepodi sa ntlo; mme ntlo ya tlala leru, le lolwapa lwa tlala phatsimo ya kgalalelo ya ga Jehofa. Mosumo wa diphuka tsa ditšheruba wa utlwala go ya fela kwa lwapeng lo lo kwa ntle, o ntse jaaka lentswe la Modimo Mothatayotlhe fa o bua.
”Mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tloga ya tswa ka fa godimo ga serepodi sa ntlo, ya ya ya okama ditšheruba. Ditšheruba tsa tsholetsa diphuka, mme e rile di tswelela tsa tloga fa fatshe, tsa tlhatloga mo ponong ya me, maotwana a a dikologang le one a le fa go tsone; tsa ema fa mojakong wa kgoro e e ka fa botlhabatsatsi ga ntlo ya ga Jehofa; mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e di okame.
”Foo ditšheruba tsa tsholetsa diphuka, maotwana a a dikologang a le fa go tsone; mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele ya bo e di okame fa godimo. Mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlhatloga ya tswa mo gare ga motse, ya fitlha ya ema mo thabeng e e potileng motse ka fa botlhabatsatsi.
”Ke tlaa itlotlomatsa, ke tlaa iitshepisa, ke tlaa itira gore ke itsiwe mo matlhong a merafe e le mentsi; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”
”Bonang, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele ya tla le tsela ya botlhabatsatsi; mme lentswe la one le ne le ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, mme lefatshe la galalela ka kgalalelo ya one. Mme go ne go ntse jaaka ponalo ya ponatshegelo e nkileng ka e bona, e bong ka fa ponatshegelong e ke e bonyeng jale ka ke tsile go senya motse; mme diponatshegelo di ne di ntse jaaka ponatshegelo e ke e bonyeng kwa nokeng ya Kebare; mme ka wela ka sefatlhogo sa me fa fatshe. Kgalalelo ya ga Jehofa ya tla mo tlong ka tsela ya kgoro e e lebileng ntlheng ya botlhabatsatsi. Mowa wa ntsholetsa, wa nkisa mo lolwapeng lwa ka fa teng; mme bonang, kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka ntlo. Mme ka utlwa mongwe a bua le nna a le mo ntlong; mme monna mongwe a ema fa go nna. A nthaya a re: “Morwa motho, fano ke felo ga setulo sa me sa bogosi, le felo ga dipato tsa dinao tsa me, fa ke tlaa agang teng ka bosakhutleng mo baneng ba Iseraele; mme ba ntlo ya Iseraele ga ba ketla ba tlhola ba itshekolola leina la me le le boitshepo, le fa e le bone, le fa e le dikgosi tsa bone, ka go akafala ga bone, le fa e le ka ditoto tsa dikgosi tsa bone mo mafelong a bone a a tlotlometseng.
”Foo a nkisa ka tsela ya kgoro ya botsheka fa pele ga ntlo; mme ka leba, mme bonang, kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka ntlo ya ga Jehofa; mme ka wela ka sefatlhogo sa me fa fatshe.
”Foo bosaitsiweng joo jwa senolelwa Daniele ka ponatshegelo ya bosigo. Foo Daniele a baka Modimo wa legodimo. Daniele a bua a re: “A leina la Modimo le bakwe ka bosakhutleng le ka bosaengkae; gonne botlhale ke jwa one le thata. O fetola metlha le dipaka; o tlose dikgosi, o bo o tlhome dikgosi; o neye batlhale botlhale; le kitso o e neye ba ba itseng tlhaloganyo. O senole dilo tse di boteng le tse di sa itsiweng; o itse se se mo lefifing, le lesedi le agile nao. Ke a go leboga, ke a go baka, Modimo wa borraetsho, o o nneileng botlhale le nonofo, gompieno o nkitsisitse se re se go lopileng; gonne o re itsisitse selo se sa kgosi.”
”E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.
”E rile metlha eo e sena go feta, nna Nebukatenesare ka tsholeletsa matlho a me legodimong, mme tlhaloganyo ya me ya boela mo go nna, ka baka Mogodimodimo, ka boka ka ba ka tlotla yo o tshelang ka bosakhutleng; gonne puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, le bogosi jwa gagwe ke jo bo yang mo tshikatshikeng.
”“Jaana nna Nebukatenesare ka baka Kgosi ya legodimo, ke ba ke e godisa ke e tlotla; gonne ditiro tsotlhe tsa yone di boammaaruri, mme le ditsela tsa yone di tekatekanyo; ba ba sepelang mo pelafalong o nonofile go ba isa tlase.”
”“Ka nna ka leba ga tsamaya ga bewa ditulo tsa bogosi, mme ga dula mongwe yo o leng mogologolo; diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko; le moriri wa tlhogo ya gagwe o ntse jaaka bobowa jwa nku jo bo itshekileng; setulo sa gagwe sa bogosi, e le dikgabo tsa molelo, le maotwana a sone a a dikologang e le molelo o o tukang. Ga pomponyega nokana ya molelo e elela e tswa fa pele ga gagwe; ba ba makgolokgolo ba ne ba mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ema fa pele ga gagwe; tsheko ya bewa, le dikwalo tsa petlekwa.
”“Ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bonang, ga tla mo marung a legodimo mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho, a tla fela kwa go yo mogologolo, mme ba mo atametsa fa pele ga gagwe. A newa puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle; puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, e e se ketlang e feta, le bogosi jwa gagwe ke jo bo se ketlang bo senngwa.
”Baitshepi ba Mogodimodimo ba tlaa amogela bogosi, ba tlaa rua bogosi ka bosakhutleng e bong ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’
”Mme bogosi le puso, le bogolo jwa magosi a a tlase ga legodimo lotlhe, bo tlaa newa ba ga bone baitshepi ba Mogodimodimo; bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo sa khutleng, le dipuso tsotlhe di tlaa mo direla, di ineela mo go ene.’
”O tlaa ema, mme o tlaa fudisa letsomane la gagwe ka thata ya ga Jehofa, ka tlotlomalo ya leina la ga Jehofa Modimo wa gagwe; mme ba tlaa nna; gonne jaanong o tlaa nna mogolo le go ya dikhutlong tsa lefatshe.
”Dithaba di a mo tlakaselela, le makhubu a tlhapologe, lefatshe le gogomoge fa pele ga gagwe, ee, lobopo le tsotlhe tse di agileng mo go lone.
”Gonne lefatshe le tlaa tlala kitso ya kgalalelo ya ga Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.
”Modimo o ne wa tswa kwa Temane, le Moitshepi kwa thabeng ya Parane. Sela. Kgalalelo ya gagwe ya apesa magodimo, le lefatshe la tlala pako ya gagwe. Le phatsimo ya gagwe e ne e ntse jaaka lesedi; go ne go tswa marang mo seatleng sa gagwe; le go sujwa ga nonofo ya gagwe go ne go le teng.
”Dithaba tsa go bona, mme tsa boifa; morwalela o o makhubukhubu wa feta; boteng jwa ntsha kodu, jwa tsholeletsa mabogo godimo.
”Ke tlaa reketlisa merafe yotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe di tlaa tla, mme ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo,’ go bua Jehofa wa masomosomo.
”Gonne nna, go bua Jehofa, ke tlaa nna lorako lwa molelo lwa one mo tikologong, mme ke tlaa nna kgalalelo mo gare ga one.’ ”
”Foo a mphetola a re: “Le ke lone lefoko la ga Jehofa kwa go Serubabele, a re: ‘Ga se ka thata, le fa e le ka nonofo, fa e se ka mowa wa me,’ go bua Jehofa wa masomosomo.
”E leng ene o tlaa aga tempele ya ga Jehofa; mme o tlaa rwala kgalalelo, o tlaa dula a ba a busa mo setulong sa gagwe sa bogosi; o tlaa nna moperesiti mo setulong sa gagwe; mme kgakololo ya kagiso e tlaa nna mo gare ga tsone tsoo pedi.’
”Itumele thata, wena morwadia Sione; thela lošalaba wena morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e etla kwa go wena; o tshiamo, o na le poloka, o boikokobetso, o palame esela, e bong eselana ngwana wa esela.
”Mo motlheng oo dinao tsa gagwe di tlaa ema mo thabeng ya Matlhware e e lebaganyeng le Jerusalema, ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, mme Thaba ya Matlhware e tlaa fatogana ka bogare bolebana le botlhabatsatsi le bophirimatsatsi, mme go tlaa nna mogogoro o mogolo; bontlhanngwe jwa thaba bo tlaa sutela ntlheng ya botsheka, le bontlhanngwe ntlheng ya borwa.
”Jehofa o tlaa nna kgosi ya lefatshe lotlhe; mo motlheng oo, o tlaa nna mongwe fela, le leina la gagwe lengwe fela.
”Foo ba ba boifang Jehofa ba tloga ba buisanya mmogo; Jehofa a reetsa, mme a utlwa, mme lokwalo lwa segopodiso lwa kwalwa fa pele ga gagwe, lwa kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang leina la gagwe.
”“Bonang, kgarebane e tlaa ithwala, mme e tlaa bona ngwana wa mosimane, mme ba tlaa mo raya leina ba re, Imanuele,” ke gore: “Modimo o mo go rona” fa go phuthololwa.
”“O fa kae yo o tsetsweng, Kgosi ya Bajuta? Gonne re bonye naledi ya gagwe re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.”
”Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.
”Jesu o rile a sena go kolobediwa, a tlhamalala a tlhatloga a tswa fa metsing; mme bonang, magodimo a mo atlhamologela, mme a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi o fologela mo go ene; mme bonang, lentswe la tswa mo magodimong la re: “Yo ke morwaake yo o rategang, yo ke itumelang thata mo go ene.”
”Fela jalo, a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.
”Ke gone lo rapele lo re: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.
”O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)
”Mme banna bao ba gakgamala ba re: “Ana monna yo ke motho yo o ntseng jang, fa e bo ne ne diphefo le tsone di mo utlwa jaana le lewatle?”
”Mme nna ke a lo raya ka re: Mongwe yo o leng mogolo go feta tempele o fano.
”Mme ba ba mo mokorong ba mo obamela ba re: “Ammaaruri o Morena Modimo.”
”Bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa gakgamala, ka ba bona dimumu di bua, digole di itekanetse, batlhotsi ba tsamaya, le difofu di bona; mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.
”Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.
”Mme a ya a fetoga ponalo fa pele ga bone; sefatlhogo sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.
”Ya re a sa ntse a bua, leru le le sedifetseng la ba tshutifalela; mme bonang, lentswe la tswa mo lerung la re: “Yo ke morwaake yo rategang, yo ke kgatlhegang thata mo go ene; lo utlweng ene.” E rile barutwa ba le utlwa, ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba boifa segolo.
”Mme Jesu a ba leba, a ba raya a re: “Mo bathong golo mo, go retetse; mme mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
”Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re: Lona ba lo ntshetseng morago, e tlaa re mo Bošafatsong jwa dilo tsotlhe, fa Morwa Motho a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo, le lona lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.
”“Bolelelang Morwadia Sione, lo re: ‘Bona, Kgosi ya gago e tla kwa go wena, e le pelonolo, e pagame esela, le eselana, ngwana wa esela.’ ”
”Batho ba bantsi ba ba mo eteletseng pele, le ba ba mo setseng morago, ba duduetsa, ba re: “Hosana, Morwa Dafite; go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; Hosana mo bogodimodimong.”
”Mme ya re baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona dilo tse di gakgamatsang tse o di dirang, le banyana ba duduetsa ba re: “Hosana, Morwa Dafite,” ba šakgala. Ba mo raya ba re: “A o a utlwa se ba se buang ba?” Jesu a ba raya a re: “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale fa go reng: ‘O lekantse pako ka a a tswang melomong ya banyana, le ba ba anyang?’ ”
”Mme a mo raya a re: “ ‘O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’ E ke yone taolo e kgolo le ya ntlha.
”Ke gone go tlaa bonalang sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo. O tlaa roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya lonaka, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa sekhutlong sengwe sa legodimo go ya go se sengwe.
”“E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe. Mme o tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi;
”E rile ba sena go opela sefela, ba tswa ba ya kwa Thoteng ya Lotlhware.
”Jesu a mo raya a re: “O boletse; le fa go ntse jalo ke a lo raya, kwa pele lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, mme a tla ka maru a legodimo.”
”Jaana Jesu a ema fa pele ga molaodi; mme molaodi a mmotsa a re: “A o Kgosi ya Bajuta?” Mme a re: “Ke nna yone.”
”Fa godimo ga tlhogo ya gagwe ba pega lokwalo lo lo supang molato wa gagwe, lwa re: “YO, KE KGOSI YA BAJUTA”.
”Mme bonang, Jesu a kgatlhana nabo, a re: “Dumelang.” Mme ba tla ba tshwara dinao tsa gagwe, ba mo obamela.
”Mme e rile ba mmona, ba mo obamela; bangwe ba belaela. Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.
”Mme ba boifa thatathata ba re: “Ana motho yo e a bo e le mang, fa e bo ne ne phefo e mo utlwa le lewatle jaana?”
”Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong, mogang o tlang ka kgalalelo ya ga rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”
”Mme ga tla leru la ba tshutifalela; mme ga tswa lentswe mo lerung la re: “Yo ke Morwaake yo o rategang, utlwang ene.”
”Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go retetse, mme e seng mo Modimong, gonne mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
”Ba ba eteletseng pele, le ba ba setseng morago, ba thela lošalaba, ba re: “Hosana, go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; a go bakwe bogosi jo bo tlang, bogosi jwa ga rraetsho Dafite; Hosana mo bogodimodimong.”
”Jesu a mo fetola a re: “Ya tlhogo ke e: ‘Utlwa wena Iseraele. Morena Modimo wa rona, o mongwe fela; gape, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago.’
”Ke gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo.
”Legodimo le tlaa feta le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.
”Mme e rile ba sena go opela sefela, ba tswa ba ya kwa Thoteng ya Lotlhware.
”Jesu a mo raya a re: “Ke nna; mme lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, a tla ka maru a legodimo.”
”Mme Pilato a mmotsa a re: “A o kgosi ya Bajuta?” Mme a mo fetola a re: “O a bolela.”
”Lokwalo lwa molato wa gagwe lwa bo lo kwadilwe fa godimo lo re: “KGOSI YA BAJUTA.”
”Jalo, e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, mme a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo.
”Bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa mosimane, o tlaa mo raya leina o re, Jesu. O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.” Mme Maria a raya moengele a re: “Mo go tlaa nna jang, ka ke sa itse monna?” Mme moengele a mo fetola a re: “Morwa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimodimo e tlaa go tshutifalela; ke gone le sone seo se se boitshepo se o tlaa se belegang, se tlaa bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.
”Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.”
”Foo Maria a re: “Mowa wa me o godisa Morena, mowa wa me o bile o itumetse mo Modimong Mmoloki wa me.
”Gonne one o o leng thata o ntiretse dilo tse dikgolo; mme leina la one le boitshepo.
”mo boitshepong le mo tshiamong fa pele ga one, ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona.
”Mme ba tshogana ka moengele a bile a na le bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo, ba baka Modimo ba re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.”
”Badisa ba boa ba galaletsa Modimo, ba o baka ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba di utlwileng le tse ba di bonyeng, fela jaaka ba boleletswe.
”Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, mme o direle one o le osi fela.’ ”
”Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.”
”Mme a ba raya a re: “Tumelo ya lona e kae?” Mme e re ka ba boifa, ba gakgamala, ba raana ba re: “Ana motho yo o ntse jang, fa e bo ne ne a laola le tsone diphefo jaana le metsi, mme di mo utlwe?”
”Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, Morwa Motho o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke ene, mogang o tlang ka kgalalelo ya gagwe, le ya ga rraagwe, le ya baengele ba ba boitshepo.
”Botlhe ba gakgamadiwa ke tlotlomalo e kgolo ya Modimo. Ya re ba sa ntse ba gakgametse botlhe ka ga dilo tsotlhe tse Jesu o di dirileng, a raya barutwa ba gagwe a re:
”Ya re mo lobakeng loo Jesu a itumela ka Mowa o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rra, Morena wa legodimo le lefatshe; ka gobo dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse banyana ba bannye; ee, Rra, gonne go ne go le kgatlhego mo matlhong a gago gore go nne jalo.
”A fetola a re: “Go tulwe, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka thata yotlhe ya gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago; le mongwe ka wena jaaka o ithata.”
”A ba raya a re: “E re fa lo rapela lo re: “ ‘Rra, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle.
”Mongwe wa bone o rile a ipona fa a fodisitswe a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le legolo. A wela ka sefatlhogo fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme ya bo e le Mosamaria.
”Ene a re: “Dilo tse di retetseng mo bathong, di ka dirafala mo Modimong.”
”Mme a foufologa fela ka bonako, mme a mo sala morago, a galaletsa Modimo; batho botlhe ba re ba bona jalo ba baka Modimo.
”Ya re jaana a atamela, a le fela fa phologong ya Thota ya Lotlhware, bontsi jotlhe jwa barutwa jwa simolola go duduetsa, le go baka Modimo ka lentswe le legolo, ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa nonofo tse ba di bonyeng; ba re: “Go bakwe Kgosi e e tlang ka leina la Morena; kagiso kwa legodimong le kgalalelo kwa bogodimodimong.” Bafarisai bangwe ba ba mo bontsing jwa batho, ba mo raya ba re: “Moruti, kgalemela barutwa ba gago.” Mme a ba fetola a re: “Ke a lo bolelela gore fa ba, ba ka didimala, maje a tlaa akofa a goa.”
”E dira gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla ka leru, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.
”Go tlaa feta legodimo le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.
”Go tloga fano jaana, Morwa Motho o tlaa dula ka fa letsogong le legolo la nonofo ya Modimo.” Ba bua botlhe ba re: “A o Morwa Modimo?” A ba raya a re: “Lona lwa re, ke nna ene.”
”Pilato a mmotsa a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?” A mo fetola a re: “O a bolela.”
”Le gone ga bo go le sekwalo fa godimo ga gagwe se se reng: “YO, KE KGOSI YA BAJUTA”.
”Mme a re: “Jesu, a ko o nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago.”
”Mme ba mo obamela; ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo; ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.
”Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene; mme kwa ntle ga gagwe ga se ka ga dirwa sepe sa tse di dirilweng.
”Mme Lefoko a tla a nna nama, mme a aga mo go rona, mme ra bona kgalalelo ya gagwe, e kete kgalalelo ya yo o tsetsweng a le esi a tswa kwa go Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri.
”Nathanaele a mo fetola, a re: “Rabi, o Morwa Modimo; o kgosi ya Iseraele.”
”Ene o na le go gola, mme nna ke na le go ngotlafala. “Yo o tswang kwa godimo o godimo ga botlhe; yo o leng wa lefatshe ke wa lefatshe, o bua ga lefatshe; yo o tswang legodimong o godimo ga botlhe.
”Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ntumela, lobaka lo etla lo lo se ketlang lo obamela Rara ka lone mo thabeng e, le fa e le mo Jerusalema. Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne poloko e tswa mo Bajuteng. Lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baobamedi ba ammaaruri ba tlaa obamelang Rara ka lone, ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe. Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.”
”gore botlhe ba tlotle Morwa fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa ga a tlotle Rara yo o mo romileng.
”Jesu a ba a bua nabo a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.”
”Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, pele Aberahame a ise a nne, nna ka bo ke ntse ke leyo.”
”A re: “Morena ke a dumela.” Mme a mo obamela.
”Nna le Rara re mongwe fela.”
”Jesu a mo raya a re: “A ga ke a go raya ka re, fa o ne o dumela, o tlaa bona kgalalelo ya Modimo?”
”Ya re ka moso bontsi jo bogolo jwa batho ba ba tsileng mo modirong, ka ba utlwa fa Jesu a tla Jerusalema, ba tsaya dikala tsa makolane, ba tswa ba ya go mo kgatlhantsha, mme ba thela lošalaba ba re: “Hosana, go bakwe yo o tlang mo ineng la Morena, e bong Kgosi ya Iseraele.” Jesu e rile a bonye eselana, a e pagama, jaaka go kwadilwe ga twe: “O se ka wa boifa, wena morwadia Sione; bona, Kgosi ya gago e etla, e pagame eselana ya esele.”
”Jesu a ba fetola a re: “Lobaka lo tsile, lo Morwa Motho o tlaa galalediwang ka lone.
”‘Rara, galaletsa leina la gago.’ ” Mme ga tla lentswe le tswa legodimong la re: “Ke le galaleditse, mme ke tlaa ba ke le galaletsa gape.”
”Ke gone e rileng a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene; Modimo o tlaa mo galaleletsa mo go one ka osi, o tlaa akofa o mo galaletsa.
”Mme se lo tlaa se lopang, le fa e ka nna eng, ka leina la me, sone ke tlaa se dira, gore Rara a galalediwe mo go Morwawe.
”Rre o galalediwa ke mo, ke go re, fa lo ungwa segolo; jalo lo tlaa nna barutwa ba me.
”Jesu a bua dilo tse; mme a lelalela legodimong a re: “Rara, lobaka lo fitlhile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse; fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe, e tle e re bone ba o ba mo neileng le fa e ka ne e le mang, a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete. Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneetseng go e dira. Mme jaana, Rara, a ko o nkgalaletse nao, ka kgalalelo e ke neng ke ntse ke na nayo nao pele lefatshe le ise le nne.
”Ba mo fetola ba re: “Jesu wa Nasaretha.” Jesu a ba raya a re: “Ke nna.” Mme Jutase yo o mo okang, le ene a bo a eme nabo. Ke gone, e rileng a ba raya a re: “Ke nna,” ba kata ka morago, ba wela fa fatshe.
”Foo Pilato a tloga a boela mo ntlong ya tshekelo, mme a bitsa Jesu, a mo raya a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?”
”Jesu a mo fetola a re: “Bogosi jwa me ga se jwa lefatshe leno; fa bogosi jwa me e ka bo e le jwa lefatshe leno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neelwa Bajuta; mme jaana bogosi jwa me ga se jwa mono.” Foo Pilato a mo raya a re: “Mme a o kgosi?” Jesu a mo fetola a re: “Wena wa re ke kgosi. Ke tsaletswe gone moo, mme ke tletse gone moo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.”
”Mme lona e ne e re go le Tlolaganyo, lo na le temalo ya gore ke lo gololele mongwe, ke gone a lo rata ka lo gololela Kgosi ya Bajuta?”
”Le gone Pilato a kwala lokwalo, a lo baya mo mokgorong. Mme ga bo go kwadilwe, go twe: “JESU WA NASARETHA KGOSI YA BAJUTA.” Foo Bajuta ba le bantsi ba bala lokwalo lo, gonne felo fa Jesu o bapoletsweng teng go ne go le gaufi le motse, mme ga bo go kwadilwe ka Sehebere, le Seroma, le Segerika. Foo ditlhogo tsa baperesiti ba Bajuta tsa raya Pilato tsa re: “Se kwale go re: ‘Kgosi ya Bajuta’, mme o re: ‘Ene o rile: Ke kgosi ya Bajuta’.” Pilato a ba fetola a re: “Se ke se kwadileng ke se kwadile.”
”Thomase a mo fetola a re: “Morena wa me, le Modimo wa me.”
”E re ka a goleditswe ke Modimo go nna ka fa tsogong le legolo la one, mme a amogetse mo go Rara lefoko la tsholofetso ka ga Mowa o o Boitshepo, o goromeditse selo se, se lo se bonang lo se utlwang.
”“Ke gone a botlhe ba ntlo ya Iseraele ba itsetse ruri, fa Modimo o mo dirile Morena le Keresete, e bong ene Jesu yo lo mmapotseng.”
”A tsapoga a ema, a simolola go tsamaya; mme a tsena nabo mo tempeleng a tsamaya, a tlolaka, a baka Modimo.
”Ene yoo, Modimo o mo goleditse ka seatla sa one se segolo, gore a nne Kgosana le Mmoloki, gore a neye Iseraele boikwatlhao le boitshwarelo jwa dibe.
”Mme Jehofa a mo raya a re: ‘Rola ditlhako mo dinaong tsa gago, gonne felo fa o emeng teng ke mmu o o itshepileng.
”Mme ene ka a tletse Mowa o o Boitshepo, a nna a lelalela legodimong fela, mme a bona kgalalelo ya Modimo, le Jesu a eme ka fa letsogong le legolo la Modimo, a re: “Bonang, ke bona magodimo a atlhamologile, le Morwa Motho a eme ka fa letsogong le legolo la Modimo.”
”Lefoko le o le rometseng bana ba Iseraele, o bolela Mafoko a a Molemo a kagiso ka Jesu Keresete – ke ene Morena wa botlhe –
”Mme ya re bosigogare, Paulo le Silase ba bo ba rapela, ba opelela Modimo difela, mme bagolegwi ba bangwe ba ntse ba reeditse; ba tshogana ka go nna thoromo e kgolo ya lefatshe, metheo ya ntlo ya kgolegelo ya ba ya tla ya reketla, le mejako yotlhe ya bulega ka bonako, le dikgole tsa botlhe tsa hunologa.
”Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, one, ka o le Morena wa legodimo, le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di agiwang ka diatla;
”Yo o tlhomamisitsweng fa e le Morwa Modimo ka nonofo, ka fa moweng wa boitshepo, ka go tsoga mo baswing; e bong Jesu Keresete Morena wa rona,
”Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato;
”ba borara e leng ba bone, le ba Keresete o tswang mo go bone ka fa nameng, yo o leng tlhogo ya tsotlhe, e le Modimo o o bakwang ka bosakhutleng. Amen.
”A boteng jwa khumo, le jwa botlhale, le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa one ga di fopholesege jang, le ditsela tsa one ga di tlhotlhomisege jang! “Gonne ke mang yo o itsileng mogopolo wa Morena? Kgotsa: Ke mang yo o kileng a nna mogakolodi wa gagwe?”
”Gonne dilo tsotlhe di tswa mo go ene, di ntse ka ene, di nnetse ene. A kgalalelo e nne go ene ka metlha e e sa khutleng. Amen.
”Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng.
”Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.”
”gore lo galaletse Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwe fela jwa pelo, le ka molomo o le mongwe fela. Ke gone tsholanang, fela jaaka Keresete le ene a lo tshotse, go tla lo nna kgalaletso ya Modimo. Gonne ka re, Keresete o ntshitswe modiredi wa ba bogwera go supa boammaaruri jwa Modimo, gore a tle a tlhomamise dipolelo tsa tsholofetso tse di neilweng borara. Le gore Baditšhaba ba galaleletse Modimo kutlwelobotlhoko ya one; jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke gone ke tlaa go bakang mo go Baditšhaba, mme ka tlaa opelela leina la gago.” O bile a re gape: “Lona Baditšhaba, itumeleng le batho ba gagwe.” Gape: “Bakang Morena, lona lotlhe Baditšhaba; mme a batho botlhe ba mmake.”
”Jaana ene yo o nonofileng go lo tlhomamisa ka fa Mafokong a a Molemo a me, le ka fa go rerweng ga Jesu Keresete, ka fa tshenolong ya bosaitsiweng jo bo sa leng bo boloketswe mo tuulalong ka metlha e e sa leng e tlholega e tswa Tsose; jaanong bo senotswe bo bile bo itsisiwe merafe yotlhe ka dikwalo tsa baperofeti, ka fa taolong ya Modimo o o sa tlholegang, gore e tle mo khutlong ya tumelo; go Modimo o o botlhale o le osi, ka Jesu Keresete, a go nne kgalalelo ka bosaengkae. Amen.
”gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa, ke gone galaletsang Modimo mo mmeleng wa lona.
”le fa go ntse jalo mo go rona, go Modimo o le mongwe fela, e bong Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, le rona re nnetse ene; e bile go Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete, yo dilo tsotlhe di emeng ka ene, le rona ka ene.
”Ke gone, le fa loo ja, le fa loo nwa, le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, tsotlhe, fela lo di direle kgaleletso ya Modimo.
”maoma a pelo ya gagwe a a senolwa; jalo o tlaa wela fa fatshe ka sefatlhogo, a obamela Modimo, a bolela fa Modimo o le mo go lona ruri.
”Ka e le Modimo o o rileng: “Lesedi le tlaa phatsima le tswa mo lefifing,” ke one o o phatsimang mo dipelong tsa rona, go re naya lesedi la kitso ya kgalalelo ya Modimo, mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete.
”yo o intsheditseng dibe tsa rona, gore a re golole mo metlheng eno e e bosula, ka fa go rateng ga Modimo le Rara wa rona. Yo kgalalelo e ka kang ya nna kwa go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o re segofaditseng ka masego otlhe a semowa mo mannong a sele godimo mo go Keresete.
”gore re nne pako ya kgalalelo ya tshegofatso ya one, e o e re neileng fela mo go ene Moratwi.
”gore re nne pako ya kgalalelo ya one, e bong rona ba re ntseng re solofetse mo go Keresete gale. Le lona ka lo utlwile lefoko la boammaaruri, e bong Mafoko a a Molemo a poloko ya lona, ka re, yo e rileng ka lo bile lo dumetse mo go ene, lwa kanelwa mo go ene ka Mowa o o Boitshepo wa polelo ya tsholofetso, se e leng sebeelelo sa boswa jwa rona, go isa thekololong ya boswa jo e leng jwa Modimo, go isa pakong ya kgalalelo ya one.
”gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, le Rara wa kgalalelo, a ke a lo neye mowa wa botlhale le wa tshenolelo mo kitsong ya one. Ka jaana matlho a dipelo tsa lona a sedifaditswe; lo ko lo itse e e leng tsholofetso ya pitso ya one, le e e leng letlotlo la kgalalelo ya boswa jwa one mo baitsheping. Le jo e leng bogolo jo bo feteletseng jwa thata ya one ntlheng ya rona ba re dumetseng, ka fa go direng ga thata ya nonofo ya one. Mo o go dirileng mo go Keresete, ka o mo tsosa mo baswing, wa mo dudisa ka fa letsogong la one le legolo mo mannong a selegodimo. Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi, le maina otlhe a a rewang, e seng mo fatsheng leno losi, e leng le mo go le le tlang, mme wa baya dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe. Phuthego ke mmele wa gagwe, botlalo jwa gagwe yo o tlatsang dilo tsotlhe mo go gotlhe fela.
”Ke gone ka moo ke khubamelang Rara ka mangole, ene yo ditshika tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng di bidiwang ka ene; gore a lo neye go thatafadiwa ka nonofo mo mothong yo o kwa teng, ka Mowa wa gagwe, ka fa mahumong a kgalalelo ya gagwe; gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo; e tle e re ka lo namisitswe medi lo nitame mo loratong. Lo bo lo nonofele go tlhaloganya le baitshepi botlhe jo e leng boatlhamo, boleele, bogodimo le boteng, le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo fetang kitso, gore lo tladiwe go ya go fitlha kwa botlalong jotlhe jwa Modimo. Jaana one o o nonofileng go dira segolo thata bogolo go tsotlhe tse re di lopang le tse re di gopolang, ka fa nonofong e e dirang mo go rona, kwa go one, a go nne kgalaletso mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”Modimo o le mongwe fela, le Rara wa botlhe, yo o godimo ga botlhe, le yo o dirang ka botlhe, le yo o mo go botlhe.
”Yo o fologileng e ntse ke ene yo o tlhatlogetseng kwa godimodimo ga magodimo otlhe, gore a tle a tlale ka dilo tsotlhe.
”Lo buisanye ka dipesalema, le difela, le dipina tsa semowa, lo bina, lo opela, lo kotekeletsa Morena ka dipelo tsa lona. Lo leboge Modimo, e bong Rara, ka metlha yotlhe, ka ga dilo tsotlhe mo ineng la Morena wa rona Jesu Keresete.
”ka go tladiwa maungo a tshiamo, a a leng kgalaletso le pako ya Modimo ka Jesu Keresete.
”Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe; gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.
”Gonne bogwera ke rona ba re obamang ka Mowa wa Modimo, re ipelafatsa ka Keresete Jesu, re bile re se na boikanyo bope mo nameng.
”Jaana, a kgalalelo e nne go Modimo le Rra wa rona ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae. Amen.
”Ene yo e leng setshwano sa Modimo o o sa bonweng, e le ene motsalwapele mo lobopong lotlhe; gonne dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng, le fa e ka ne e le manno a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magosana, kgotsa mebuso, dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene; e bile ene o ntse pele ga dilo tsotlhe, dilo tsotlhe di bile di tshwaraganye mo go ene. Ke ene tlhogo ya mmele, e bong phuthego; ene yo e leng tshimologo, le motsalwapele go tswa mo baswing; gore mo dilong tsotlhe, ene a bone boemo jo bo kwa pele. Gonne e ne e le mo go kgatlhileng Rara, gore botlalo jotlhe bo age mo go ene; le gore a itetlanyetse dilo tsotlhe ka ene, ka a dirile kagiso ka madi a mokgoro wa gagwe; ka re, ka ene, le fa e ka ne e le dilo tse di mo lefatsheng, kgotsa dilo tse di kwa magodimong.
”ba go kgatlhileng Modimo go ba itsise yo e leng letlotlo la kgalalelo ya bosaitseweng jo mo go Baditšhaba, yo e leng Keresete mo go lona, tsholofelo ya kgalalelo;
”Gone go agile botlalo jotlhe jwa Bomodimo sebele fela mo go ene. E bile lona lo tladitswe mo go ene yo e leng tlhogo ya bogosana jotlhe le nonofo.
”Ke gone, a e re fa lo tsositswe mmogo le Keresete, batlang dilo tse di kwa godimo, kwa Keresete o ntseng teng, a dutse ka fa letsogong le legolo la Modimo. Tlhomang mogopolo wa lona mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng. Gonne lo kile lwa swa, mme botshelo jwa lona bo fitlhilwe le Keresete mo Modimong. Mogang Keresete, yo e leng botshelo jwa rona, o tlaa bonalang, foo le lona lo tlaa bonala nae mo kgalalelong.
”A lefoko la ga Keresete le age mo go lona ka botlalo mo botlhaleng jotlhe; lo ntse lo rutana, lo laana ka dipesalema, ka difela le ka dipina tsa semowa, lo opelela Modimo ka tshegofatso mo pelong tsa lona. Le fa e ka bo e le eng se lo se dirang mo puong le mo tirong, dirang gotlhe mo ineng la Morena Jesu, lo ntse lo leboga Modimo Rara ka ene.
”Mo o lo go bileditseng ka Mafoko a a Molemo a rona, gore lo bone kgalalelo ya Morena wa rona Jesu Keresete.
”Jaana a Kgosi e e ntseng fela e se na tshimologo, le fa e le bokhutlo e e se keng e swa, e e se keng e bonwa, e e leng Modimo o o osi, e newe tlotlo le kgalalelo ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”mo o tlaa go bonatsang mo metlheng ya gone, e bong ene yo e leng Mothata yo o bakwang le yo o esi, Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena; yo o nang le bosasweng a le esi, a bile a agile mo leseding le le sa ka keng la atamelwa; yo go seng motho ope yo o kileng a mmona, le gone ope a sa ka ke a mmona; yo tlotlo le thata tse di sa yeng kae di ka kang, tsa nna kwa go ene. Amen.
”Morena o tlaa nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, o tlaa mpolokela go nkisa bogosing jwa gagwe jwa selegodimo; yo kgalalelo e ka kang ya nna go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”re ntse re lebeletse tsholofelo ya letlhogonolo, le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo wa rona, le Moreboloki Jesu Keresete;
”o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene; yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.
”Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele.” Ka ga baengele o buile wa re: “O dira baengele ba one diphefo, le badiredi ba one kgabo ya molelo.” Mme ka ga Morwa one o buile, wa re: “Setulo sa gago sa bogosi, Modimo, se ntse ka bosakhutleng le ka bosaengkae; tsamma ya thokgamo ke yone tsamma ya bogosi jwa gago.
”Re bona ene, e bong Jesu, yo o fokoleditsweng boemo go le gonnye mo baengeleng, a rwesitswe kgalalelo le tlotlo, ka ntlha ya gobo a kile a boga loso, gore e tle e re ka tshegofatso ya Modimo a be a lekeleletse motho mongwe le mongwe loso.
”“Ke tlaa kakanyetsa bakaulengwe ba me leina la gago, ke tlaa opela pako ya gago mo gare ga phuthego.”
”Ke gone e re ka re na le moperesiti yo mogolo bogolo, yo o raletseng magodimo, e bong Jesu Morwa Modimo, a re tshegetseng boipolelo jwa one ka thata. Gonne moperesiti yo mogolo yo re nang nae, ga se yo o sa ka keng a angwa ke go utlwana le rona makoa a rona; mme ke yo o kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a se na boleo. Ke gone rona, a re atameleng setulo sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo, gore re tle re amogele boutlwelobotlhoko, re bone tshegofatso e e tlaa re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka one.
”Gonne re ne re tshwanetswe ke moperesiti yo mogolo, yo o ntseng jalo, a le boitshepo, a se na boleo, a se na leswe, a lomologanye le baleofi, mme a goleditswe godimo ga magodimo;
”Jaana mo dilong tse re di buang, tshobokanyo ya tsone ke e, go re: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o dutseng ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga setulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong,
”le gone e seng ka madi a dipodi, le fa e le a dinamane, mme e le ka madi a gagwe ka esi; ya re a sena go dira thekololo e e emeng ka bosakhutleng, a tsenela ruri gangwe fela mo Felong ga Boitshepo.
”Mme ene, o rile a sena go isetsa ruri setlhabelo sa dibe se le sengwe fela, a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo,
”Ke gone, bagaetsho, e re ka re na le tshosologo ya go tsena mo Felong ga Boitshepo ka madi a ga Jesu,
”re ntse re lebile kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona, yo e rileng ka boitumelo jo o bo beetsweng pele a itshokela mokgoro, a nyatsa ditlhong, mme a dula ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la setulo sa Modimo sa bogosi.
”Ke gone, e re ka re amogela bogosi jo bo sa ka keng jwa reketlisiwa, a re nneng le tshegofatso e re ka dirang tiro e e kgatlhang Modimo ka yone, ka tshisimogo le poifo; gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.
”Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane le wa gompieno, ee, le wa ka bosakhutleng.
”Jalo a re nneng re isetse Modimo tshupelo ya pako ka ene ka metlha yotlhe, e bong loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe.
”Jaana Modimo wa kagiso, o o bileng o busitse Modisa yo Mogolo wa dinku mo baswing, ka madi a kgolagano e e sa khutleng, e bong Morena wa rona Jesu, a o lo dire go nna boitekanelo mo go sengwe le sengwe se se molemo, go dira go rata ga one, ka go dira mo go rona se se kgatlhang mo matlhong a one, ka Jesu Keresete; yo kgalalelo e ka kang ya nna kwa go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a rapele. A mongwe o a itumela? A a opele pako.
”yo o ntseng ka fa letsogong le legolo la Modimo, ka a tsenye kwa legodimong; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taolong ya gagwe.
”fa motho mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko mangwe a Modimo; fa motho mongwe a direla, a e nne jaaka fa a direla ka thata e Modimo o e mo abelang; gore Modimo o galalediwe mo dilong tsotlhe ka Jesu Keresete, yo kgalalelo e leng ya gagwe, le puso, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”Fa motho a boga botlhoko ka a le Mokeresete, a a se tlhajwe ke ditlhong; a a galaletse Modimo mo leineng le.
”Modimo wa tshegofatso yotlhe, o o lo bileditseng kwa kgalalelong ya one, e e sa khutleng mo go Keresete, e tlaa re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, one ka osi o tlaa lo dira boitekanelo, o lo tiisa o lo thatafatsa. Puso a e nne kwa go one ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
”Gonne e rile fa re lo itsise nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete, le go tla ga gagwe, ra bo re sa bolele ditlhamane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba re bonyeng borena jwa gagwe ka matlho. Gonne a amogela tlotlo le kgalalelo mo Modimong Rara, jale ka go tla mo go ene lentswe le le ntseng jalo, le tswa kgalalelong e e feteletseng le re: “Yo ke Morwaake yo o rategang yo ke kgatlhegang thata mo go ene.”
”Mme golang mo tshegofatsong le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete. A kgalalelo e nne go ene, jaanong le ka bosakhutleng. Amen.
”Modimo o o osi, Mmoloki wa rona, a kgalalelo e nne kwa go one, le borena, le puso, le thata, pele ga metlha yotlhe, le jaana, le ka metlha ya bosaengkae, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen.
”le mo go Jesu Keresete, yo e leng ene mosupi yo o ikanyegang, wa motsalwapele wa baswi, le molaodi wa dikgosi tsa lefatshe. Ene yo o re ratang, a re golola mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe; a re dira go nna bogosi le go nna baperesiti ba Modimo wa gagwe le Rraagwe; a kgalalelo e nne go ene, le puso ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen. Bonang, o etla a le mo marung; matlho otlhe a tlaa mmona, le ba ba mo tlhabileng; le ditso tsotlhe tsa lefatshe di tlaa mo leba di lela. Fela jalo, Amen.
”“Ke nna ene Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo o o gone, le o o ntseng o le gone, le o o tlang, e bong Mothatayotlhe.
”Mme ka retologa, ka re ke bona lentswe le le mpuisang. Mme ya re ke retologile ka bona ditlhomo tsa gouta di supa tsa dipone; mme mo gare ga ditlhomo ga bo go le mongwe yo o tshwanang le Morwa Motho, a apere kobo e e fitlhang kwa dinaong, a itlamile mo magetleng ka moitlamo wa gouta. Tlhogo ya gagwe ya bo e le tshweu le moriri wa gagwe, jaaka boboa jo bosweu, go le gosweu jaaka kapoko; matlho a gagwe a bo a ntse jaaka kgabo ya molelo; dinao tsa gagwe di ntse jaaka kgotlho e e gotlhilweng, jaaka e kete e ntlafaditswe mo leubeng; lentswe la gagwe ya bo e kete go suma ga metsi a le mantsi. A bo a tshotse dinaledi di supa ka seatla sa gagwe se segolo; mo molomong wa gagwe ga bo go tswa tšhaka e e lootsegileng, e e magale mabedi; sefatlhogo sa gagwe sa nna jaaka letsatsi fa le phatisma ka thata ya lone. Ya re ke mmona ka wela fa dinaong tsa gagwe, ke ntse jaaka moswi fela. A mpaya seatla sa gagwe se segolo a re: “O se ka wa boifa; ke nna wa ntlha le wa bofelo, e bile ke nna Motshedi; ke ne ke sule, mme bonang, ke tshedile ka bosakhutleng; ke tshotse dikopololo tsa loso le tsa Bobipo.
”Ka bonako ka tloga ka tsenwa ke Mowa; mme bonang, ga bo go beilwe setulo sa bogosi mo legodimong, mongwe a bo a dutse mo go sone setulo. Yo o dutseng ya re a bonwa, a fitlhelwa a tshwana le lentswe la jasepere le la saredio; mme ga bo go le motshe wa godimo mo tikologong ya setulo sa bogosi, o o reng o bonwa o bo o fitlhelwa o tshwana le lentswe la emerelete. Mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditulo tsa bogosi di le 24; mme mo ditulong tse, ka bona go dutse bagolwane ba le 24, ba apere diaparo tse ditshweu; ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong.
”Mo setulong sa bogosi ga bo go tswa dikgadima le mantswe, le ditumo tsa maru. Mme ga bo go le dilampa tsa molelo di supa, di tuka fa pele ga setulo sa bogosi, tse e leng Mewa e supa ya Modimo; mme fa pele ga setulo sa bogosi ga bo go le e kete lewatle la galase, le tshwana le legakwa le lesweu; mme mo gare ga setulo sa bogosi, le mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditshedi di le nne, tse di tletseng matlho ka fa pele le ka fa morago.
”Ditshedi tse nne tse, sengwe le sengwe sa bo se le diphuka di thataro, di tletse matlho mo ntlheng tsotlhe le mo teng; mme ga di ikhutse gope motshegare le bosigo, di ntse di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo, Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o ne a ntse a le yo, le yo o le yong, le yo o tlang.” Mme e ne e tle e re ditshedi di isa kgalalelo le tlotlo, le malebogo mo go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, bagolwane ba ba 24 ba wele fa pele ga yo o dutseng mo setulong sa bogosi, ba obamele ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, mme ba latlhele dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”
”Mme mongwe wa bagolwane a nthaya a re: “Se lele! Bona, Tau, yo o leng wa lotso lwa Juta, Modi wa ga Dafite, o fentse go menolola lokwalo le go kanolola dikano tse supa tsa lone.” Ya re mo gare ga setulo sa bogosi, le fa gare ga ditshedi tse nne, le mo gare ga bagolwane, ka bona Kwana a eme, a ntse jaaka e kete o tlhabilwe, a le dinaka di supa, le matlho a supa, a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e romilweng mo lefatsheng lotlhe. Mme a tla a tsaya lokwalo mo seatlang se segolo sa yo o dutseng mo setulong sa bogosi. Ya re a sena go tsaya lokwalo, ditshedi tse nne, le bagolwane ba 24, ba wela fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa, le megotšana ya gouta e tletse maswalo, a e leng merapelo ya baitshepi. Ba opela sefela se seša ba re: “O na le tshwanelo ya go tsaya lokwalo, le go kanolola dikano tsa lone; gonne o ne o bolailwe, mme wa rekela Modimo batho ba ditso tsotlhe, le ba dipuo tsotlhe, le ba batho botlhe, le ba merafe yotlhe ka madi a gago. Wa ba dira gore ba nne bogosi jwa Modimo wa rona, le baperesiti ba one; mme ba busa mo lefatsheng.”
”Ka leba, ka utlwa lentswe la baengele ba le bantsi, ba ba mo tikologong ya setulo sa bogosi, le la ditshedi le bagolwane; palo ya bone e ne e le makgolo a makgolo, le makgolo a sedikadike; ba bua ka lentswe le le godileng ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go bona nonofo, le dikhumo le botlhale, le thata, le tlotlo, le kgalalelo, le pako!” Sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong, le se se mo lefatsheng, le se se kwa tlase ga lefatshe, le se se mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, ka di utlwa di re: “Pako, le tlotlo, le kgalalelo le puso, di nne kwa go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana ka bosakhutleng le ka bosaengkae!” Ditshedi tse nne tsa re: “Amen!” Bagolwane ba wela fa fatshe ba obamela Modimo.
”Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla; mme ba thela lošalaba lo logolo ba re: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.” Baengele botlhe ba bo ba eme tikologong ya setulo sa bogosi, le mo tikologong ya bagolwane, le ditshedi tse nne; mme ba wela ka difatlhogo fa pele ga setulo sa bogosi, ba obamela Modimo. Ba re: “Amen. Pako le kgalalelo, le botlhale, le malebogo le tlotlo, le nonofo, le thata, di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.”
”Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng; ba o direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; yo o dutseng mo setulong sa bogosi o tlaa tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone.
”Moengele wa bosupa a letsa; ga tloga ga nna mantswe a magolo mo legodimong a re: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Bagolwane ba ba 24, ba ba dutseng mo ditulong tsa bone tsa bogosi fa pele ga Modimo, ba wela fa fatshe ba obamela Modimo. Ba re: “Re go ntshetsa malebogo Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone, ka e le fa o itseetse thata ya gago e kgolo, o a busa.
”Ka utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Gompieno go tsile poloka, le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa one; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motshegare le bosigo, o piriganyeditswe kwa tlase.
”Ka utlwa lentswe le tswa legodimong, le ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, le bile le ntse jaaka tumo e kgolo ya maru; mme lentswe le ke le utlwileng la bo le ntse jaaka fa baharepi ba letsa diharepa tsa bone. Ba opela e kete sefela se seša fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane; mme go bo go se motho ope yo o ka ithutang sefela seo, fa e se ba ba 144 000, e bong ba ba tswang go rekwa mo lefatsheng. Bao ke ba ba se kang ba leswefala ka basadi; gonne ke makgarebane. Bao ke ba ba bopelang Kwana gongwe le gongwe kwa o yang teng. Bao ba tswa go rekwa mo bathong, gore ba nne mabutswelapele a Modimo le a Kwana. Mme mo melomong ya bone go se ka ga fitlhelwa leaka lepe; ga ba na bogale bope.
”mme a bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.”
”Ka leba, mme bonang, leru le lesweu; mo lerung ka bona mongwe a dutse, a tshwana le Morwa Motho, a rwele serwalo sa gouta mo tlhogong, mme a tshotse thipa e e bogale ya mabele ka seatla.
”Ba bo ba opela sefela sa ga Moše motlhanka wa Modimo, le sefela sa ga Kwana, ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamatso, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di tshiamo le boammaaruri, Kgosi ya metlha. Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; gonne merafe yotlhe e tlaa tla e obamela fa pele ga gago; gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di bonaditswe.”
”Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo, le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go tsena mo tempeleng dipetso tsa baengele ba supa di ise di be di fele pele.
”Tse, di tlaa tlhabana le Kwana, mme Kwana o tlaa di fenya, gonne ke ene Morena wa barena, le Kgosi ya dikgosi; le bone ba o nang nabo, ba tlaa fenya e le ba ba biditsweng, ba itshenketswe, ba boikanngo.”
”E rile morago ga dilo tse ka utlwa e kete lošalaba lo logolo lwa boidiidi jo bogolo jwa batho mo legodimong, le re: “Haleluja! Poloka, le kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo wa rona.
”Bagolwane ba ba 24, le ditshedi tse nne, ba wela fa fatshe, ba obamela Modimo o o dutseng mo setulong sa bogosi ba re: “Amen! Haleluja!” Lentswe la tswa mo setulong sa bogosi la re: “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba one, lona ba lo o boifang, bannye le bagolo.” Ka utlwa e kete lošalaba lwa boidiidi jo bogolo jwa batho, lo bile lo ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, lo bile lo ntse jaaka ditumo tse dikgolo tsa maru lo re: “Haleluja! Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa. A re itumeleng, re ipeleng thata, a re o galaletse; gonne nyalo ya Kwana e fitlhile, le mosadi wa gagwe o ipaakantse.
”Matlho a gagwe ke kgabo ya molelo, mo tlhogong ya gagwe go dirwalo di le dintsi tsa mekgabo; o kwadilwe leina le go seng ope yo o le itseng fa e se ene esi fela. O apere seaparo se se kgatshegileng madi; mme leina la gagwe go twe, Lefoko la Modimo. Dintwa tse di mo legodimong tsa mo sala morago, di pagame dipitse tse ditshweu, ba apere leloba le le boleta, le le lesweu le lentle. Mo ganong la gagwe ga tswa tšhaka e e bogale, gore a kgemethe merafe ka yone; mme o tlaa di busa ka tsamma ya tshipi; o gata segatisetso sa bojalwa sa bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.
”Mo seaparong sa gagwe le ka fa seropeng sa gagwe, go kwadilwe leina go twe: KGOSI YA DIKGOSI, LE MORENA WA BARENA.
”Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone.
”Ka bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le le yo. Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe. Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setulong sa bogosi le re: “Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone.
”Ga ke a ka ka bona tempele mo go one, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe, le Kwana, ke tempele ya one. Mme motse ga o batle gore letsatsi le o phatsimele, le fa e le kgwedi; gonne kgalalelo ya Modimo e ne e o bonesa, le lampa ya one ke Kwana.
”A mpontsha noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legakwa, e tswa mo setulong sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana, e le mo gare ga mmila wa motse. Moseja ono ga noka, le moseja ole, ga bo go le setlhare sa botshelo, se se ungwang maungo a mehuta e le 12, se ungwa ka kgwedi nngwe le nngwe; makakaba a setlhare e ne e le a a fodisang merafe. Ga go ketla go tlhola go nna phutso gope; setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana se tlaa nna mo go one; le batlhanka ba one ba tlaa o direla. Ba tlaa bona sefatlhogo sa one; le leina la one le tlaa nna mo diphatleng tsa bone.
”Ke nna Alefa le Omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo.
”