31 – Efangele
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Efangele.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Efangele.
Jaana ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi? Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!”
”Gonne re lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo Modimong, mo go ba ba bolokwang, le mo go ba ba latlhegang; mo go ba bangwe e le lonko lwa loso, lo isa losong; mme mo go ba bangwe e le lonko lwa botshelo, lo isa botshelong. E mang yo o lekanyeng dilo tse?
”Mme le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore ditlhole mo dinaong tsa lona. Ammaaruri ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma le Gomora bogolo go motse oo.
”E tlaa re ka metlha yotlhe lefatshe le sa ntse le leyo, ga go ketla go khutla letsema le thobo, serame le mogote, lotlhabula le mariga, motshegare le bosigo.”
”Moše a fetola a re: “Bona, ga ba ketla ba ntumela le fa e le go reetsa lentswe la me; gonne ba tlaa re: ‘Jehofa ga a a go bonalela.’ ”
”Moše a raya Jehofa a re: “Ao, Morena, ga ke motho yo o itseng go bua sentle, le fa e le gale, le fa e le o sena go bua le motlhanka wa gago, gonne ke bonya mo puong, ke bile ke loleme lo bonya.” Jehofa a mo raya a re: “E mang yo o dirileng molomo wa motho? Kgotsa e mang yo o dirang motho gore a nne semumu, gongwe a nne susu, gongwe a nne yo o bonang, kgotsa a nne sefofu? A ga se nna Jehofa? Jaanong ka re tsamaya, ke tlaa nna le molomo wa gago ke go ruta se o tlaa se buang.”
”Mme a re: “Ao, Jehofa, a ko o rome ka yo o ka mo romang.” Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Moše, foo a re: “A mogoloo Arone, Molefi, a ga a gone? Ke a itse fa ene a ka bua sentle. Le gone, bona, o e tla, o tla go go kgatlhantsha, o tlaa re a go bona a itumele mo pelong ya gagwe. O tlaa bua nae, o tsenya one mafoko mo molomong wa gagwe; ke tlaa nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta se lo tlaa se dirang. Ene o tlaa nna mmueledi wa gago mo bathong: go tlaa diragala gore ene a nne molomo wa gago, wena o nne jaaka Modimo mo go ene.
”Gongwe le gongwe fa pato ya lonao lwa lona e tlaa go gatang, ke go lo neile jaaka ke buile le Moše.
”Lefatshe lotlhe opelela Jehofa! Bonatsa poloka ya gagwe ka go tlhomaganya malatsi. Kakanyang kgalalelo ya gagwe mo gare ga merafe, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe!
”Ke boletse tshiamo mo phuthegong e kgolo; bona, ga nketla ke thiba dipounama tsa me, Jehofa, o a itse. Ga ke a fitlha tshiamo ya gago mo teng ga pelo ya me; ke boletse boikanngo jwa gago le poloka ya gago; ga ke a lobela phuthego e kgolo bopelonomi jwa gago jwa lorato le boammaaruri jwa gago.
”Molomo wa me o tlaa bolela ka ga tshiamo ya gago, le ka ga poloka ya gago ka letsatsi lotlhe; gonne ga ke itse palo ya tsone. Ke tlaa tla le ditiro tsa nonofo, tsa ga Jehofa, Modimo; ke tlaa umaka tshiamo ya gago, e e leng ya gago yosi. Modimo o sa le wa nna wa nthuta le mo bokaung jwa me, ke ntse ke bolela ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, nako e sa le eno. Ee, le gone, e tlaa re ke tsofetse ke thuntse tlhogo, Modimo, o se ka wa ntlogela; go bo go tle go tsamaye ke bolelele kokomana e e tlang thata ya gago, le nonofo ya gago ke e bolelele mongwe le mongwe yo o tlaa tlang.
”Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe; bolelelang poloka ya gagwe pele ka go tlhomaganya malatsi. Kakanyang kgalalelo ya gagwe mo gare ga merafe; ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe.
”Le gone ke tlaa bua ka ga ditshupo tsa gago, le fa pele ga dikgosi ga nketla ke tlhajwa ke ditlhong.
”Ba ba jalang ka dikeledi ba tlaa roba ka boitumelo. Le fa motho a ka tswa a tsamaya a ntse a lela, mme a tshotse peo, o tlaa ba a tla gape, dingata tsa gagwe a na natso.
”Jehofa a ko o beye tebelo fa pele ga molomo wa me; disa setswalo sa dipounama tsa me.
”Losika longwe lo tlaa baka ditiro tsa gago go ya losikeng lo longwe, mme lo tlaa kakanya ditiro tsa gago tsa bonatla.
”Moikepi o ipapalela tuelo ya tsietso, mme yo o jalang tshiamo o na le tuelo e e tlhomameng.
”Loungo lwa mosiami ke setlhare sa botshelo, mme le yo o botlhale o tle a gape mewa ya batho.
”Lesedi la matlho le itumedisa pelo, le mafoko a a molemo a nontsha marapo. Tsebe e e reetsang kgalemelo ya botshelo e tlaa nnela ruri mo go ba ba tlhalefileng. Yo o ganang kwatlhao o inyatsa mowa, mme yo o reetsang kgalemelo o bona tlhaloganyo. Go boifa Jehofa ke yone thuto ya botlhale, mme boikokobetso bo tle bo etelele tlotlo pele.
”Mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.
”Yo o rekegelang mafoko a gagwe o na le kitso, le yo o mowa o o tsididi ke motho wa tlhaloganyo. Le e leng lesilo, motlhang le didimetseng, le kaiwe botlhale, motlhang le momang molomo le kaiwe go re le bonokopela.
”Seeleele ga se na kgatlhego mo tlhaloganyong, fa e se gore pelo ya sone e tle e itshenole fela.
”Dipounama tsa seeleele di tsena mo kgannyeng le molomo wa sone o ipiletsa dithupa. Molomo wa seeleele ke tshenyego ya sone, le dipounama tsa sone ke seru sa mowa wa sone.
”Yo o fetolang a ise a utlwe, ke boeleele le ditlhong mo go ene.
”Loso le botshelo di mo thateng ya loleme, ba ba lo ratang ba tlaa ja loungo lwa lone.
”Jaaka metsi a a tsididi mo mothong yo o lenyora, mafoko a a molemo a a tswang lefatsheng le le kgakala a ntse fela jalo.
”motlha wa go gagola, le motlha wa go roka; motlha wa go didimala, le motlha wa go bua;
”Ene yo o tlhokometseng phefo ga a ketla a jala; le yo o gopolang maru ga a ketla a roba.
”Mo mosong o jale peo ya gago, mme mo maitseboeng o se ka wa ikgogona letsogo; gonne ga o itse e e tlaa tlhomamang, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tlaa nna molemo tsoo pedi tsa tshwana fela.
”Gape, e re ka Moreri a ne a le botlhale, a fela a ruta batho kitso; ee, o ne a akanya, a batla, mme a rulaganya diane di le dintsi. Moreri a leka go lemoga mafoko a a lebosegang, le sone se se kwadilweng ka thokgamo, e bong mafoko a boammaaruri.
”Mme ka utlwa lentswe la Morena, le re: “Ke tlaa roma mang? E mang yo o tlaa re elang?” Foo ga bua nna, ka re: “Ke fano, roma nna.”
”Ene a re: “Ya o reye tshaba e, o re: ‘Go utlwa lo a utlwa, mme lo bo lo sa tlhaloganye; go bona lo a bona, mme lo bo lo sa lemoge.’ Nontsha pelo ya batho ba, o bo o ketefatse ditsebe tsa bone, o budulatse le matlho a bone, gore e se re kgotsa ba bona ka matlho a bone, le go utlwa ka ditsebe tsa bone, le go tlhaloganya ka pelo tsa bone, mme ba bowa ba fodisiwa.” Foo ka bua, ka re: “Ka lobaka lo lo kaye, Morena?” Mme a fetola, a re: “Ke go tle go tsamaye metse e kgakgabale fela e tlhoke monni, le matlo a tlhoke motho, le lefatshe le gokgolelwe fela,
”A go iweng molaong le ditshupong! Fa ba sa bue ka fa lefokong le, ruri ga go ketla go ba phepafalela.
”Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.
”Wena yo o bolelelang Sione mafoko a a molemo, palama mo thabeng e e godileng; wena yo o bolelelang Jerusalema mafoko a a molemo, tsholetsa lentswe la gago ka thata; le tsholetse, o se ka wa boifa; raya metse ya Juta, o re: “Bonang, Modimo wa lona!”
”Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa gagwe yo o tlisang mafoko a a molemo, yo o utlwatsang kagiso, yo o tlisang mafoko a mantle a a molemo, yo o utlwatsang poloko; yo o rayang Sione, a re: “Modimo wa gago o a busa!”
”Mowa wa Morena Modimo o mo go nna; gonne Jehofa o ntloleditse go rerela ba ba pelonolo mafoko a a molemo; o nthomile gore ke fape ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwa kgololo, le ba ba golegilweng, go re ntlo ya kgolegelo e budilwe. Go bolela ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa, le letsatsi la pusoloso ya Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng; go laolela ba ba hutsafetseng mo Sione, go ba naya mokgabo wa ditšheše boemong jwa melora, lookwane lwa boitumelo boemong jwa khutsafalo, seaparo sa pako mo boemong jwa mowa wa ngodiego; gore ba bidiwe ditlhare tsa tshiamo, tse di tlhomilweng ke Jehofa, gore a galalediwe.
”Foo ka re: “Ao, Jehofa Modimo! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke ngwanyana fela.” Mme Jehofa a nthaya a re: “Se re: ‘Ke ngwanyana fela’; gonne le fa e le bomang ba ke tlaa go romang kwa go bone o na le go ya fela, mme le fa e le eng se ke se go laolelang o na le go se bua fela. O se ka wa boifa ka ntlha ya bone, gonne ke na nao go go golola;” go bua Jehofa. Foo Jehofa a ntsha seatla, mme a nkama molomo; mme Jehofa a nthaya a re: “Bona ke tsentse mafoko a me mo molomong wa gago.
”“Bonang ke tlaa romela batshwari ba ditlhapi ba le bantsi,” go bua Jehofa, “mme ba tlaa ba tshwara jaaka ditlhapi; morago ga mo ke tlaa romela batsomi ba le bantsi, mme ba tlaa ba tsoma ba ba ntsha mo dithabeng tsotlhe, le mo makhubung, le mo dipharong tsa mafika.
”A nthaya, a re: “Morwa motho, ja se o se fitlhelang; o je momenagano o, o itse go ya o bua le ba ntlo ya Iseraele.” Jalo ka atlhamolosa molomo wa me, mme a njesa momenagano oo wa lokwalo. A nthaya, a re: “Morwa motho, jesa mpa ya gago, mme o tlatse mala a gago ka momenagano o ke o go nayang.” Foo ka o ja; mme mo ganong la me wa bo o ntse jaaka dinotshe ka monate. A nthaya, a re: “Morwa motho, tloga o ye kwa go ba ntlo ya Iseraele, mme o bue nabo ka mafoko a me.
”Ba ba botlhale ba tlaa phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo ya loapi; le ba ba sokololelang bontsi kwa tshiamong ba tlaa phatsima jaaka dinaledi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
”Lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Jona lwa bobedi, la re: “Nanoga, o ye kwa Ninefe motse oo o mogolo, mme o o rerele thero e ke tlaa e go laolelang.”
”Mme Jona a simolola go tsena motse loeto lwa letsatsi le le lengwe fela, mme a kua, a re: “Go sa le malatsi a le 40, Ninefe o tlaa ribegediwa.” Mme batho ba Ninefe ba dumela Modimo; mme ba laola gore go ikidiwe dijo; ba apara letsela la kgetse go simolola ka yo mogolo mo go bone, go ya fela kwa go yo mmotlana mo go bone. Mafoko ao a ya a fitlha kwa kgosing ya Ninefe, mme ya nanoga mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola kobo ya yone e tona, ya apara letsela la kgetse, ya dula mo moloreng. Ya opa mokgosi, ya kua mo motseng otlhe wa Ninefe ka taolo ya kgosi le ya bagolwane ba yone, go twe: “A go se nne motho ope yo o isang sepe mo ganong, le fa e le setshedi sa matlhape, le fa e le sa letsomane; a di se hule le fa e le go nwa metsi. A go ikhurumediwe ka letsela la kgetse, motho le setshedi, mme go goelediwe Modimo ka thata, ee, a mongwe le mongwe a sokologe mo tseleng ya gagwe e e bosula, le mo thubakong e e mo diatleng tsa bone. E mang yo o itseng gore, a Modimo ga o ketla o sokologa o ikwatlhaya, o boa mo bogaleng jwa one jo bo gaketseng, gore re se ka ra swa?” Mme Modimo wa bona ditiro tsa bone, gore ba sokologile mo tseleng ya bone e e bosula; mme Modimo wa ikwatlhaela bosula jo o rileng o tlaa bo ba direla; wa se ka wa bo dira.
”Bonang, mo dithabeng go tla dinao tsa yo o tlang le mafoko a a molemo, yo o bolelang kagiso! Tshegetsa mediro ya gago wena Juta, o tlhomamise maikano a gago, gonne motho wa boikepo ga a ketla a tlhola a go ralala; o kgaoletswe ruri.
”E rile mo metlheng eo ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo nageng ya Jutea a re: “Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”
”Mme e rile a bona Bafarisai ba le bantsi le Basadukai ba tla kolobetsong ya gagwe, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang? Ke gona ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao.
”Mme ene a fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’ ”
”E sa le ka lobaka loo Jesu a simolola go rera, le go re: “Ikwatlhaeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”
”Mme a ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tlaa lo dira batshwara batho.” Mme ba akofa ba tlogela ditloa tsa bone, ba mo sala morago. Ya re a tswa foo, a fitlhela ba bangwe ba le babedi, e le bana ba monna, e bong Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe, ba na le Sebete rraabo mo mokorong, ba tlhamaganya ditloa tsa bone; mme a ba bitsa. Ba akofa ba tlogela mokoro le rraabo, ba mo sala morago.
”Mme Jesu a tsamayatsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a ruta mo matlong a thuto a bone, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa malwetse mangwe le mangwe otlhe, le dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe mo bathong.
”“Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me. Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona. “Ke lona letswai la lefatshe; mme fa letswai le senyegile molodi, ana le ka lokwa ka eng? Ga le tlhole le na le gope, fa e se go latlhelwa kwa ntle, le go gatakwa ke batho fela.
”“Ke lona lesedi la lefatshe. Motse o o beilweng mo godimo ga thaba ga o ka ke wa fitlhega. Le gone batho ga ba ke ba tshuba lobone go tla ba lo huhumetsa tlase ga seelo, mme ba lo tlhoma mo setlhomong fela; lo phatsimele botlhe ba ba mo ntlong. Fela jalo, a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.
”“Se iphutheleng dikhumo mo lefatsheng, kwa motoutwana o senyang teng le morodu, le kwa magodu a thubelang go utswa teng. Iphutheleng dikhumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng le fa e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeng le fa e le go utswa teng; gonne kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le yone e tlaa nna fela teng.
”Yo mongwe wa barutwa a mo raya a re: “Morena, ntesa pele ke ye go fitlha rre.” Jesu a mo raya a re: “Ntshala morago fela; o tlogele baswi gore ba fitlhe baswi ba bone.”
”Mme Jesu ya re a feta a tswa foo, a bona monna yo o bidiwang Mathaio, a dutse fa go kgethelwang teng; a mo raya a re: “Ntshala morago.” Mme a ema a mo sala morago.
”Mme Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.
”Foo a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela. Ke gone, rapelang Morena wa thobo, gore a rome barobi mo thobong ya gagwe.”
”Lo ete lo rera lo re: ‘Bogosi jwa legodimo bo atametse.’ Fodisang babobodi, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, kgoromeletsang mewa e e maswe ntle. Lo amogetse fela, nayang fela.
”Se tseyeng gouta le fa e le selefera, le fa e le kgotlho mo pataneng tsa lona tsa madi; le fa e le kuana ya loeto, le fa e le dikobo di le pedi, le fa e le ditlhako, le fa e le tsamma; gonne modiri o tshwanetswe ke sejo sa gagwe. “Le fa e ka ne e le motse ofe, le fa e le motsana o lo tsenang mo go one, lo senke yo o tshwanetseng teng; mme lo nne foo, go tle go tsamaye lo tswe teng. E re lo tsena mo ntlong lo e dumedise. Fa ntlo eo e le yone e tshwanetseng, a kagiso ya lona e tle mo go yone; mme fa e le e e sa tshwanelang, a kagiso ya lona e boele mo go lona.
”Mme le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore ditlhole mo dinaong tsa lona. Ammaaruri ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma le Gomora bogolo go motse oo.
”“Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ke gone lo nneng botlhale jaaka dinoga, le bori jaaka maphoi. Lo itise mo bathong; gonne ba tlaa lo neela ditshekong, ba tlaa lo seola mo matlong a bone a thuto. Ee, lo tlaa isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go tla lo nna tshupo mo go bone le mo go Baditšhaba.
”Mme e re mogang ba lo neelang mo ditshekong, lo se ka lwa tlhobaelela gore lo tlaa bua jang, le gore lo tlaa bua eng; gonne lo tlaa newa mo lobakeng loo fela se lo tlaa se buang. Gonne e bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa wa ga Rraeno o o buang mo go lona.
”“Motho o tlaa neela morwa rraagwe mo losong, le rramotho ngwana wa gagwe; bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone, ba ba bolaya. Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa. E re ba lo bogisa mo motseng o, lo tshabele mo go o o tlhomaganyeng nao, gonne ammaaruri ke a lo raya: Lo tlaa re lo ise lo wetse go ralala metse ya Iseraele, Morwa Motho a ba a bile a tsile.
”“Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong. Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.
”“Lo se ka lwa gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng; ga ke a tla go lere kagiso, fa e se tšhaka fela. Gonne ke tsile go lotlhanya monna le rraagwe, motsetsana le mmaagwe le ngwetsi le matsalaagwe; le baba ba motho e tlaa nna bone ba ntlo ya gagwe. “Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela. Le yo o sa tseyeng mokgoro wa gagwe a ntshala morago, ga a ntshwanela. Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka. “Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng.
”Ga dirala, e rile Jesu a sena go wetsa go laya barutwa ba gagwe ba ba 12, a tloga a tswa gone a ya go ruta le go rera mo metseng ya bone.
”Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, babosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, le bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo. Go sego yo o sa fitlheleng sepe mo go nna se se mo kgopisang.”
”Mme e sa le ka lobaka lwa ga Johane Mokolobetsi le gompieno, bogosi jwa legodimo bo ntse bo tlhaselwa, mme batlhasedi ba bo gapa ka thata.
”Banna ba Ninefe ba tlaa ema mo tshekong, ba ema le losika lo, ba lo sekisa; ka gobo bone ba ikwatlhaile ka thero ya ga Jona; mme bonang yo mogolo go feta Jona o fano.
”Mme a bua nabo dilo di le dintsi ka ditshwantsho a re: “Bonang, mojadi o kile a tswa a ya go jala. Ya re a ntse a jala ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa di sela. Tse dingwe tsa wela fa go leng matlapa, fa mmu o leng mosesane teng, mme tsa akofa tsa tlhaba ka di se mo mmung o o boteng. E rile letsatsi le sena go gotela, tsa ša; mme ereka di se na medi, tsa omelela fela. Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa; tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa, dingwe tsa nna lekgolo, tse dingwe tsa nna 60, tse dingwe 30.
”“Ke gone, utlwang setshwantsho sa mojadi. E a re fa mongwe a utlwa lefoko la bogosi, a sa le tlhaloganye, foo yo o bosula a tle a phamole se se jadilweng mo pelong ya gagwe. Yo ke ene wa peo e e jaletsweng fa tseleng. Wa peo e e jadilweng fa go leng matlapa, ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le tshole ka boitumelo; le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene, o tle a eme ka lobakanyana fela; mme e re mogang go tsogang patiko kgotsa pogiso ka ntlha ya lefoko, a akofe a kgopiwe. Wa peo e e jadilweng mo mitlweng ke yo o utlwang lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe le tsietso ya mahumo, di hupetse lefoko mme a ungologe. Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye; ke ene ruri yo o ungwang, mme go ungwa ga gagwe gongwe go nne lekgolo, gongwe go nne 60, mo gongwe 30.”
”A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e motho o e tsereng, mme a e jala mo tshimong ya gagwe; ke peo e potlana ruri mo dipeong tsotlhe; mme e re e sena go gola e be e feta merogo, e nne setlhare, dinonyane tsa loapi di be di tle di age mo dikaleng tsa sone.”
”A ba fetola a re: “Setlhatshana sengwe le sengwe se Rre wa legodimo o sa se tlhomang, se tlaa kumolwa ka medi.
”Foo Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa motho le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, mme a a tseye mokgoro wa gagwe a itse go ntshala morago. Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, ka ntlha ya me, o tlaa bo bona. Gonne motho o tlaa bo a ka thusega eng, le fa a ka fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Kgotsa, se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng? Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.
”Mme mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo, le fa e le bomorwa rraagwe, le fa e le bokgaitsadie, le fa e le rraagwe, le fa e le mmaagwe, (le fa e le mosadi,) le fa e le bana, le fa e le masimo, ka ntlha ya leina la me, o tlaa amogela galekgolo, mme o tlaa rua botshelo jo bo sa khutleng.
”“Gonne bogosi jwa legodimo bo tshwana le motho yo o leng mong wa ntlo, yo o phaketseng a ya go thapela tshimo ya gagwe ya mafine badiri ka tuelo. Ya re a sena go dumalana le badiri fa a tlaa ba naya thušeleng ka letsatsi, a ba isa mo tshimong ya gagwe ya mafine. O tlogile a tswa, e ka ne e le ka nako ya boraro, mme a fitlhela ba bangwe ba eme mo patlelong ya borekelo, ba sa dire sepe. Le bone a ba raya a re: ‘Le lona yang mo tshimong ya mafine, mme se se siameng ke tlaa se lo naya.’ Mme ba ya. A ba a tswa gape, e ka ne e le ka nako ya borataro, le ka ya bofera o le mongwe, a dira fela jalo. E rile e ka ne e le ka nako ya 11 a tswa, a fitlhela ba bangwe ba eme fela; mme a ba raya a re: ‘Lo emetseng fano motshegare otlhe lo sa dire sepe?’ Ba mo raya ba re: ‘Ke ka gobo re sa thapiwa ke ope.’ A ba raya a re: ‘Le lona yang mo tshimong ya mafine.’ “Ya re go tsena maitseboa, morena wa tshimo a raya molebedi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba neye maduo a bone; o simolole ka ba morago go ya kwa go ba pele.’ Mme ya re go tla bone ba nako e e ka neng e le ya 11, mongwe le mongwe a amogela thušeleng. Ya re ba pele ba tla ba itlhoma ba tlaa amogela bogolo; mme le bone mongwe le mongwe a amogela thušeleng fela jalo. Mme ba re ba a amogela ba ngongoregela mong wa ntlo, ba re: ‘Ba ba morago ba dirile ka nako e le nngwe fela, mme o ba lekantse le rona, ba re itshoketseng letsapa la motshegare le mogote o o fisang.’ “Mme a fetola mongwe wa bone a re: ‘Tsala, ga ke go siamololele; a ga o a dumalana le nna ka thušeleng? Tsaya se e leng sa gago o tsamaye; go rata ga me ke go naya yo wa morago fela jaaka le wena ke go neile. A ga ke na tshiamo ya go dira ka selo sa me ka fa ke ratang ka teng? Kgotsa a leitlho la gago le ntilotse, ka gobo nna ke molemo?’
”“Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le kgosi nngwe e e kileng ya direla morwa yone modiro wa nyalo. Ya roma batlhanka ba yone go bitsa ba ba kileng ba lalelediwa modiro wa nyalo, mme ba nna ba gana go ya. Gape a roma batlhanka ba bangwe a re: ‘Rayang ba ba laleditsweng lo re: Bonang, ke baakantse modiro wa me; dipholo tsa me le tse di nonneng di tlhabilwe, dilo tsotlhe di baakantswe; tlang modirong wa nyalo.’ Ba tlhokomologa, ba itsamaela fela, mongwe a ya morakeng wa gagwe, yo mongwe papading ya gagwe. Ba ba setseng ba tshwara batlhanka ba yone, ba ba diraka mo go tlhabisang ditlhong, ba ba bolaya. Mme kgosi ya nna bogale; ya tloga ya bolotsa dintwa tsa yone, ya senya babolai, ya fisa motse wa bone.
”Foo ya raya batlhanka ba yone ya re: ‘Nyalo yone e baakantswe, mme ba ba neng ba e laleleditswe ba ne ba sa tshwanela. Ke gone yang kwa marakanelong a ditsela, mme botlhe ba lo tlaa ba fitlhelang, lo ba reye lo re ba tle modirong wa nyalo.’ Batlhanka bao ba tswela kwa ditseleng, ba phutha botlhe ba ba ba fitlhelang, ba ba bosula le ba ba molemo; mme ba ba laleditsweng ba tlala ka ntlo ya modiro.
”“Ke gone ba tlaa lo tsenyang mo dipitlaganong, ba lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke merafe yotlhe, ka ntlha ya leina la me. Foo ba le bantsi ba tlaa kgopiwa, ba tlaa okana ba ilana. Baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tlaa tsoga, mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi.
”Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.
”Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Morwa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.”
”Johane a tla, ene yo o neng a kolobetsa kwa nageng, a ba a rera kolobetso ya boikwatlhao jwa go itshwarela dibe.
”Jaana e rile Johane a sena go golegwa, Jesu a tla mo Galilea, a rera Mafoko a a Molemo a Modimo, a re: “Lobaka lo fitlhile, e bile bogosi jwa Modimo bo atametse; ikwatlhayeng, lo dumele Mafoko a a Molemo.”
”Ya re a tsamaya fa lewatleng la Galilea, a bona Simone le monnawe Anterea ba konopela lotloa mo lewatleng; gonne ba ne ba le batshwari ba ditlhapi. Mme Jesu a ba raya a re: “Tlang lo ntshale morago, mme ke tlaa lo dira go tla lo nna batshwari ba batho.” Ba akofa ba tlogela ditloa, ba mo sala morago.
”Ene a ba raya a re: “A re yeng go sele, re ye metseng e mengwe e e kwa pele, gore ke tle ke rere Mafoko a a Molemo le gone mo go yone; gonne ke sone se ke tswetseng go se dira.”
”Mme ya re a feta, a bona Lefi morwa Alefaio a dutse fa go kgethelwang gona, mme o mo raya a re: “Ntshala morago.” Mme a nanoga a mo sala morago.
”A tlhaola ba le 12 gore ba nne nae, gore a tle a ba rome ba ye go rera Mafoko a a Molemo, le gore ba nne le thata ya go kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Mme ke ba:
”“Reetsang. Bonang, mojadi o kile a tswa a ya go jala. Mme ga dirala, ya re a ntse a jala, ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng, mme dinonyane tsa tla, tsa di sela. Tse dingwe tsa wela fa go leng matlapa, fa go leng mmu o mosesane teng; mme tsa akofa tsa tlhaba, ka di se mo mmung o o boteng; mme e rile letsatsi le sena go gotela, tsa ša, mme ka di se na medi tsa omelela fela. Tse dingwe tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa, mme di se ka tsa ungwa sepe. Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ka di gola di ata; tsa tsala, tsa nna 30, le 60, le 100.” Mme a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe.” Mme e rile a le esi, ba ba fa go ene ba na le ba ba 12, ba mmotsa ka ga ditshwantsho. Mme a ba raya a re: “Lona lo neilwe bosaitsiweng jwa bogosi jwa Modimo, mme bone ba ba kwa ntle, dilo tsotlhe ba di direlwa ka ditshwantsho, gore ka go bona ba bone, mme ba se ka ba lemoga; le ka go utlwa ba utlwe, mme ba se ka ba tlhaloganya, e se re kgotsa ba sokologa, mme ba go itshwarelwa.”
”A ba raya a re: “A ga lo itse setshwantsho se? Mme lo tlaa itse jang ditshwantsho tsotlhe? Mojadi o jala lefoko. Ba ke bone ba ba fa tseleng, kwa lefoko le jalwang teng. Mme e a re ba sena go utlwa, Satane a akofe a tle, a tlose lefoko le le jadilweng mo go bone. Jalo le bone ba ba jadilweng fa go matlapa, ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo; mme ga ba na modi mo go bone ka bosi, ba tle ba eme ka lobakanyana fela; e re mogang go tsogang patikego, kgotsa pogiso, ka ntlha ya lefoko, ba akofe ba kgopiwe. Ba bangwe ke ba ba jadilweng mo mitlweng; bao ke ba ba utlwileng lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe, le tsietso ya mahumo, le dithato tsa dilo tse dingwe, di hupetse lefoko, mme ba ungologe. Mme ba ke ba ba jadilweng mo mmung o o molemo; ba utlwa lefoko, ba le tshole, ba ungwe 30, le 60, le 100.”
”Mme a re: “Bogosi jwa Modimo bo ntse jaana, bo ntse jaaka fa motho a ka bo a latlhela peo mo mmung; mme a robale, a tsoge bosigo le motshegare, mme peo e ka mela, ya gola, ene a sa itse ka fa e golang ka teng. Lefatshe le a ikungwisa ka losi; e re pele go tswe mogwang; foo go tswe seako, morago mabele a a tletseng mo seakong. Mme ya re fa mabele a budule, motho a akofe a tsenye thipa, ka gobo go roba go fitlhile.”
”Mme a re: “Ana re tlaa tshwantsha bogosi jwa Modimo jang? Kgotsa re tlaa bo kaya ka setshwantsho sefe? Bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e e a reng e jadilwe mo mmung, le fa e le potlana mo dipeong tsotlhe tse di mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo fa e jadilwe, e tlhoge e gole, e be e fete merogo yotlhe, e ntshe dikala tse dikgolo; go bo go tle go tle dinonyane tsa loapi, di bone go kwaya mo moriting wa sone.”
”Mme a se ka a mo leseletsa, a mo raya a re: “Ya kwa gaeno kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dikgolo tse Morena o di go diretseng, le jaaka a go tlhomogetse pelo.” Mme a tsamaya, a ya a simolola go utlwatsa mo Dekapolise dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme batho botlhe ba gakgamala.
”A ipiletsa ba ba 12, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi; a ba naya thata ya go laola mewa e e maswe; a ba laya gore ba se ka ba tseela loeto lwa bone sepe, fa e se tsamma fela; a re, ba se ka ba tsaya senkgwe, le fa e le kuane, le fa e le madi mo meitlamong ya bone; a re, ba rwale ditlhako, mme ba se ka ba apara dikobo di le pedi. A ba a ba raya a re: “Gongwe le gongwe kwa lo tsenang mo teng, lo nne teng foo go tsamaya lo tswa teng.
”Mme gongwe le gongwe kwa lo sa tsholwang teng, mme ba gana go lo utlwa, lo re lo tswa teng, lo itlhotlhore lorole lolo fa tlase ga dinao tsa lona, go nna tshupo ka ga bone.” Ba bolola ba ya ba rera gore batho ba ikwatlhaye.
”A ba raya a re: “Lo ganela ruri taolo ya Modimo, gore lo tshegetse mekgwa ya lona.
”Ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, ya re a sena go di segofatsa, a laola gore le tsone di bewe fa pele ga bone. Ba ja, ba kgora; mme ba sela dikabetla tse di setseng, ba tlatsa diroto di supa. Ba bo ba ka ne ba le 4 000; mme a ba tsamaisa.
”A ipiletsa bontsi jwa batho, ba na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe, a itse go ntshala morago, gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, o tlaa bo boloka. Gonne go ka thusa motho eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Motho o ka ntsha eng, a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe?
”Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong, mogang o tlang ka kgalalelo ya ga rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”
”Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go motho ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa bomorwa rraagwe, kgotsa bokgaitsadie, kgotsa mmaagwe, kgotsa rraagwe, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, yo o se ketlang a bona ga lekgolo, le jaana mo lobakeng lono, e bong matlo, le bomorwa rraagwe, le bokgaitsadie, le bommaagwe, le bana, le masimo, di na le dipogiso; mme mo lefatsheng le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng.
”“Lo itise, gonne ba tlaa lo neela mo makgotleng; lo tlaa bediwa mo matlong a thuto; lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone. Mme Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele.
”Mme e tlaa re ba lo gogela kwa ditshekong, ba lo neela balaodi, lo se ka lwa tlhobaelela pele se lo tlaa se buang; fela se lo tlaa se newang mo nakong eo, lo bue sone fela, gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang, e tlaa bo e le Mowa o o Boitshepo.
”Mme morwa rramotho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, le rra motho ngwana wa gagwe; le bana ba tlaa tsogolegela batsadi ba bone, ba dira gore ba bolawe. Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, yoo o tlaa bolokwa.
”A ba raya a re: “Yang mo lefatsheng lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Mafoko a a Molemo. Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa.
”Mme bone ba tswa, ba rera Mafoko a a Molemo mo ntlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa lefoko ka ditshupo tse di diranang najo. Amen.
”fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho, le ba e neng e le badiredi ba lefoko mo tshimologong;
”go naya batho ba gagwe kitso ya poloko ka boitshwarelo jwa dibe tsa bone.
”Moengele a ba raya a re: “Se boifeng, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tlaa dirafalelang batho botlhe.
”Mme a tla mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya boikwatlhao jo bo bonang boitshwarelo jwa dibe; jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa mafoko a moperofeti Isaia, a re: “Lentswe la yo o goang kwa nageng a re: Baakanyang mmila wa Morena, siamisang ditsela tsa gagwe. Megogoro yotlhe e tlaa katelwa, le dithaba tsotlhe, le marota a tlaa papanwa; le tse di sokameng di tlaa lolamisiwa, le ditsela tse di magwata di tlaa rethefadiwa; le nama yotlhe e tlaa bona poloka ya Modimo.”
”A nna a rerela batho mafoko a a molemo ka dikgakololo di le dintsi di sele;
”“Mowa wa Morena o mo go nna, gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthomile (go fodisa ba ba pelo di phatlogileng), go rerela bagolegwi kgololo, le phoufologo ya ba ba foufetseng, go golola ba ba teketilweng,
”A ba raya a re: “Ke na le go rerela le metse e mengwe Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo, gonne ke romilwe go dira jalo.”
”Jaana e rile a sena go khutla go bua, a raya Simone a re: “Sutelang kwa go boteng, mme lo digele ditloa tsa lona go tshwara.” Simone a mo fetola a re: “Morena, re letse re leka bosigo jotlhe, ra se ka ra tshwara sepe, le fa go ntse jalo ke tlaa digela ditloa ka lefoko la gago.” Ya re ba sena go dira jalo ba sobokanya bontsi jo bogolo jwa ditlhapi, ditloa tsa bone tsa ba tsa kgaoga. Mme ba gwetlha balekane ba bone ba ba mo mokorong o mongwe, gore ba tle go ba thusa. Ba tla; mme ba tlatsa mekoro yoo mebedi ya ba ya tla ya simolola go nwela. Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.” Gonne go le ene, le botlhe ba o nang nabo, ba bo ba gakgamaletse tshwaro ya ditlhapi tse ba di tshwereng; le bone boJakobe jalo le Johane, bomorwa Sebete, e le balekane ba ga Simone. Jesu a raya Simone a re: “O se ka wa boifa; go simolola ka leno o tlaa tshwara batho.” Ya re ba sena go fitlhisa mekoro ya bone kwa lefatsheng, ba tlogela gotlhe, ba mo sala morago.
”Morago ga dilo tse a tswela kwa ntle, mme a fitlhela mokgethisi mongwe yo o bidiwang Lefi, a dutse fa go kgethelwang teng; a mo raya a re: “Ntshala morago.” A tlogela gotlhe, a ema a mo sala morago.
”“Lo itumele mo motlheng oo, lo bo lo ipele, gonne bonang, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba diretse baperofeti jalo.
”Jesu a bua, a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye lo bolelele Johane dilo tse lo di bonyeng, le tse lo di utlwileng, lo re: Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, basusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo. Mme go sego ene yo o se ketlang a fitlhela sekgopi sepe mo go nna.”
”Ga akofa ga dirala morago ga moo, gore a tsamaye a ye le metse le metsana yotlhe, a rera a bolela Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo; le ba ba 12 ba bo ba na nae,
”“Mojadi o kile a tswa a ya go jala peo ya gagwe; ya re a jala, ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng; mme tsa gatwe ka dinao, le dinonyane tsa loapi tsa di sela tsa di ja. Tse dingwe tsa wela fa go letlapa; ya re fela di sena go tlhaba, tsa ba tsa swaba, ka di tlhokile longola. Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya tlhoga natso, ya di hupetsa. Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa gola, tsa ungwa loungo lwa nna lekgolo.” Ya re a bua dilo tse, a goa a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!” Barutwa ba gagwe ba mmotsa gore setshwantsho se e ka ne e le sa eng? Mme a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa Modimo; mme ba bangwe ba go newa ka ditshwantsho; gore ka go bona ba se ka ba bona le ka go utlwa ba se ka ba tlhaloganya.
”“Mme jaana setshwantsho ke se: Peo ke lefoko la Modimo. Ba ba fa tseleng ke ba ba utlwileng; foo go tle diabolo a tlose lefoko mo pelong tsa bone, gore ba se ka ba dumela mme ba bolokwa. Ba ba fa go leng letlapa ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole lefoko ka boitumelo; bao, e re ka ba sena modi, ba dumele ka lobakanyana fela; mme mo motlheng wa thaelo ba tenege. Tse di wetseng mo mitlweng, ke ba ba utlwileng, mme ba re ba ntse ba tswelela pele ba hupediwa ke ditlhodiego, le mahumo, le ditlhapelo tsa botshelo jono, ba se ke ba ungwe loungo lope lo lo itekanetseng. Tse di mo mmung o o molemo ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba le tshware thata mo pelong e e siameng, e e molemo, mme ba ungwe loungo ka bopelotelele.
”“Boela kwa ntlong ya gago, mme o bolele dilo tse dikgolo tse Modimo o di go diretseng.” Mme a tsamaya, a ya a bolela mo motseng otlhe, a kakanya dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng.
”A phutha ba ba 12, a ba naya thata le taolo go laola mewa e e maswe yotlhe, le go fodisa malwetse. A ba roma gore ba ye go rera bogosi jwa Modimo, le go fodisa ba ba lwalang. A ba raya a re: “Lo se ka lwa tseela loeto lwa lona sepe, le fa e ka nna thobane, le fa e le kuana, le fa e le senkgwe, le fa e le madi; le gone a go se nne ope wa lona yo o tsayang dikobo di le pedi. Ntlo e lo tsenang mo go yone, le fa e ka nna efe, lo nne teng; e be e nne yone e lo tswang mo go yone fa lo tsamaya.
”Le fa e le bomang ba ba sa lo tsholeng, e re lo tswa mo motseng oo, lo itlhotlhore lorole mo dinaong tsa lona, go nna tshupo ka ga bone.” Ba tsamaya; ba ralala metsana, ba rera Mafoko a a Molemo, ba ba ba fodisa balwetse mo ntlheng tsotlhe.
”A raya botlhe a re: “Fa motho mongwe a rata go ntshala morago a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe ka malatsi otlhe, mme a ntshale morago. Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, yoo o tlaa bo boloka. Gonne motho o a ba a ka thusega eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme ene ka sebele sa gagwe a itimetsa, kgotsa a itatlha?
”Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, Morwa Motho o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke ene, mogang o tlang ka kgalalelo ya gagwe, le ya ga rraagwe, le ya baengele ba ba boitshepo.
”A raya yo mongwe a re: “Ntshala morago.” Mme a re: “Morena, ntesa pele ke ye go fitlha rre.” Jesu a mo raya a re: “Lesa baswi ba fitlhe baswi ba bone; mme wena tsamaya o utlwatse bogosi jwa Modimo.”
”Yo mongwe le ene a re: “Morena, ke tla go sala morago, ntesa pele ke ye go dumedisa bone ba ba kwa gaetsho.” Jesu a mo raya a re: “Ga go motho ope yo o ka reng a tshwere mogoma ka seatla, mme a šeba kwa morago, yo o ka tshwanelang bogosi jwa Modimo.”
”Jaana morago ga dilo tse, Morena a baakanya ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi fa pele ga sefatlhogo sa gagwe, ba ya mo metseng yotlhe, le gongwe le gongwe kwa le ene o tlogang a ya teng.
”A ba raya a re: “Thobo e kgolo ruri, mme badiri ba botlana; ke gone rapelang Morena wa thobo, gore a rome badiri mo thobong ya gagwe.
”Tsamayang; bonang, ke lo roma jaaka dikwanyana gare ga diphiri. Se tsholeng patana ya madi, le fa e le kuana, le fa e le ditlhako; le gone lo se ka lwa dumedisa ope mo tseleng.
”Motse o lo tsenang mo go one, le fa e ka nna ofe, mme ba sa lo tshole, tswelang mo mebileng ya one lo re: ‘Le e leng lorole lwa motse wa lona lo lo re ngaparetseng dinao, re a lo lo phimolela; le fa go ntse jalo, itseng mo gore bogosi jwa Modimo bo atametse.’ Ke a lo raya, e tlaa re mo letsatsing leo, go tlaa nna botoka ka ga Sotoma bogolo go motse oo.
”Yo o utlwang lona, o utlwa nna; yo o ganang lona, o gana nna; mme yo o ganang nna o gana ene yo o nthomileng.”
”Banna ba Ninefe ba tlaa ema mo tshekong le losika lo, mme ba tlaa lo sekisa; gonne ba ne ba ikwatlhaya ka thero ya ga Jona; mme bonang, yo mogolo go feta Jona o fa.
”“Ke a lo raya ka re, le fa e le mang yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, Morwa Motho le ene o tlaa mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo; mme yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, o tlaa itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.
”“Mogang ba lo isang fa pele ga ditsheko tsa matlo a thuto, le kwa balaoding, le bathata, lo se ka lwa tlhodiegela gore lo tlaa fetola jang, le fa e le gore lo tlaa reng, gongwe gore lo tlaa buang. Gonne Mowa o o Boitshepo o tlaa lo ruta mo lobakeng loo fela se lo tshwanetseng go se bua.”
”Rekisang tse lo nang natso, mme lo ntshe maatso; itireleng dipatana tsa madi tse di sa onaleng, lohumo kwa magodimong lo lo sa tlhaeleng, kwa go sa atameleng legodu lepe teng, le fa e le motoutwana go senya teng. Gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsone di tlaa nna teng.
”A lo itlhoma gore ke tsile go aba kagiso mo lefatsheng? Ke a lo raya, nnyaa; mme bogolo kgaogano. Gonne go tloga fano batho ba le batlhano, ba e leng ba ntlo e le nngwe fela, ba tlaa kgaogana, ba bararo ba ganele le ba babedi, le ba babedi ba ganele le ba bararo. Ba tlaa kgaogana: Rra motho a ganele le morwawe, le morwa a ganele le rraagwe; mma motho a ganele le morwadie, le morwadi a ganele le mmaagwe; matsala a motho a ganele le ngwetsi ya gagwe; ngwetsi le matsalaagwe.”
”Ke a lo raya, nnyaa; fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tlaa nyelela fela jalo.”
”Mme a mo raya a re: “Monna mongwe o kile a dira modiro o mogolo wa maitseboa, a laletsa batho ba le bantsi. Ya re ka lobaka lwa modiro go jewa, a roma motlhanka wa gagwe a ya go raya ba ba laleditsweng a re: ‘Tlang gonne dilo tsotlhe di baakantswe.’ Mme botlhe fela ba ya seoposengwe, ba simolola go ipata. Wa ntlha a mo raya a re: ‘Ke rekile sebata sa lefatshe, mme ke tshwanetse go ya go se bona; ke a go rapela, a ke itshwarelwe, ke ipoletse.’ Yo mongwe a re: ‘Ke rekile dikgomo tsa bojokwe ba le batlhano, mme ke ya go di leka; ke a go rapela, a ke itshwarelwe, ke ipoletse.’ Yo mongwe a re: ‘Ke nyetse mosadi, ke gone ke sa ka keng ka ya.’ “Motlhanka yoo a boa, a bolelela morena wa gagwe dilo tse. Foo mong wa ntlo, ka a le bogale, a raya motlhanka wa gagwe a re: ‘Tsamaya ka bonako, o tswele kwa mebileng le mo diferwaneng tsa motse, mme o lere kwano mo teng bahumanegi, digole, difofu le batlhotsi.’ Motlhanka a re: ‘Morena, se o se laotseng se dirilwe, mme bonno bo sa le teng.’ Morena a raya motlhanka a re: ‘Tswela kwa ditseleng tse dikgolo, le kwa dikgoreng, mme o ba patelele go tsena gore ntlo ya me e tlale.’ Gonne ke a lo raya, ga go ope wa banna bao ba ba laleditsweng yo o tlaa isang modiro wa me mo ganong.”
”“Fa motho, le fa e le mang, a tla kwa go nna, mme a sa nthate bogolo go rraagwe, le mmaagwe, le mosadi wa gagwe, le bana, le bana ba ga rraagwe ba basimane, le ba basetsana, ee, le jone botshelo jwa gagwe, ga a ka ke a nna morutwa wa me. Le fa e le mang yo o sa sikareng mokgoro o e leng wa gagwe, mme a ntshala morago, ga a ka ke a nna morutwa wa me.
”Go ntse fela jalo, le fa e le mang mo go lona yo o sa tlogeleng dilo tsotlhe tse o nang natso, ga a ka ke a nna morutwa wa me. “Le gale letswai le molemo; mme fa letswai le senyegile molodi, le a bo le ka lokwa ka eng?
”Ke a lo raya, go tlaa nna boitumelo fela jalo kwa legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go ka ga ba ba siameng ba le 99, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.
”Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”
”Gonne Morwa Motho o tsile go batla le go boloka se se neng se latlhegile.”
”Ga dirala ka letsatsi lengwe la malatsi ao, ka a ruta mo tempeleng, a rera Mafoko a a Molemo, a tshogana ka a kgatlhantshiwa ke ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, ba na le bagolwane;
”E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me. Mo go tlaa lo dirafalela gore lo itshupe.
”Ke gone lo itlhomamise mo dipelong tsa lona fa lo se ketla lo akanya pele ka fa lo tlaa fetolang ka teng. Gonne ke tlaa lo naya molomo, le botlhale jo baba botlhe ba lona ba se ketlang ba nonofa go bo ganetsa, le fa e le go emalana najo.
”Lo tlaa okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borraalona, le ba losika lwa lona, le ditsala, mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa ka bone. Lo tlaa tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me.
”Mme a ba raya a re: “E rile ke lo roma jale, lo se na patana ya madi, le fa e le kuana, le fa e le ditlhako, a lo ile lwa tlhoka sengwe?” Ba re: “Nnyaa.” A ba raya a re: “Mme jaanong, yo o nang le patana ya madi, a e tseye, le yone kuana; le yo o se nang tšhaka, a a rekise kobo ya gagwe, a reke nngwe.
”le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao, le boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema. Lona lo basupi ba dilo tse.
”Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe, e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo.
”Ya re ka moso a gopola go tswela kwa Galilea, mme a ya a bona Filipo; mme Jesu a mo raya a re: “Ntshala morago.”
”Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” Nikotemo a mo raya a re: “Motho o ka tsalwa jang a tsofetse? A o ka ba a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme a tsalwa?” Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. O se gakgamale ka gobo ke go reile ka re, lo na le go tsalwa seša. Phefo e fokela kwa e go ratang, mme o utlwa go suma ga yone, mme ga o itse kwa e tswang le kwa e yang teng; mme mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo.”
”Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, rona re bua se re se itseng, re supa se re se bonyeng; mme lona ga lo tshole tshupo ya rona. Fa ke lo bolelela dilo tsa selefatshe lo sa dumele, lo tlaa dumela jang, fa ke lo bolelela dilo tsa selegodimo?
”Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe. Yo o dirang boammaaruri o tla leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe, fa di dirilwe mo Modimong.”
”Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”
”A ga lo re: ‘Go setse dikgwedi di le nne pele ga thobo ya mabele’? Bonang, ke a lo raya: Lebang, lo bone masimo, fa a setse a le masweu a go rojwa. Yo o robang o tshola tuelo, a phuthele botshelo jo bo sa khutleng loungo; gore yo o jalang le yo o robang ba itumele mmogo. Gonne lefoko le, le boammaaruri ka gone mo, jaaka go twe: ‘Mongwe o a jala, mme o sele a robe.’ Ke lo romile lwa ya go roba mo lo se kang lwa go direla; ba sele ba dirile, mme lona lo tsenye mo tirong ya bone.”
”“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong.
”Ke gone ke lo reileng ka re: ‘Lo tlaa swela mo dibeng tsa lona;’ gonne fa lo sa dumele fa ke le ene, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”
”Jesu a raya Bajuta bao ba ba dumetseng mo go ene, a re: “Fa lo nna mo lefokong la me, foo lo bo lo le barutwa ba me ruri; lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”
”Re na le go dira ditiro tsa yo o nthomileng go sa ntse go le motshegare; bosigo bo etla, jo go se nang ope yo o ka dirang mo go jone.
”“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o sa tseneng ka kgoro mo sakeng la dinku, mme a pagama ka go sele, ke ene legodu le senokwane.
”Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo. Gonne ga ke a ipuisa fela; mme Rara yo o nthomileng ke ene yo o nneileng taolo ya se ke tlaa se bolelang, le ya se ke tlaa se buang.
”Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.
”mme tse, di kwadilwe gore lo dumele fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bone botshelo mo ineng la gagwe ka go dumela.
”A ba raya a re: “Digelang lotloa ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga mokoro, mme lo tlaa tshwara.” Foo ba lo digela, mme ba retelelwa ke go lo goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi. Foo morutwa yo Jesu o mo ratang, a raya Petere a re: “Ke Morena.” Ya re Petere a utlwa fa e le Morena, a ikgatlhelela kobo ya gagwe, gonne o ne a sa apara sepe, mme a ithabuetsa mo lewatleng. Barutwa ba bangwe ba tla ka mokorwana, gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka ne e le sebaka sa mabogo a 200, boo ba tla ba goga lotloa lo tletse ditlhapi. Jalo ya re ba tswela fa lefatsheng, ba bona molelo o o magala teng, o na le ditlhapi di besitswe mo go one, le senkgwe. Jesu a ba raya a re: “Lereng ditlhapi dingwe tsa tse lo di tshwereng gompieno.” Foo Simone Petere a pagama, a gogela lotloa kwa lefatsheng, lo tletse ditlhapi tse ditona, di le 153; mme le fa di le bontsi jo bo kalo, lotloa ga lo a ka lwa kgaoga.
”Mme e tlaa re Mowa o o Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa bona nonofo; lo tlaa nna basupi ba me mo Jerusalema, le mo lefatsheng lotlhe la Jutea le la Samaria, go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.”
”Go tlaa dirala gore le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’
”Petere a ba raya a re: “Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo. Gonne lefoko la tsholofetso le raya lona le bana ba lona, le botlhe ba ba kwa kgakala, e bong botlhe ba Morena Modimo wa rona o tlaa ba ipiletsang.” A supa a ba a ba laya ka mafoko a mangwe a le mantsi a re: “Ipolokeng mo losikeng lo, lo lo sokameng.”
”Foo ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, ba okediwa ka tsatsi leo, e ka ne e le ka batho ba le 3 000.
”Ba baka Modimo, ba bona botsalano mo bathong botlhe. Morena a ba oketsa ka go tlhomagana ga malatsi ka ba ba bolokwang.
”Ke gone, ikwatlhayeng, lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe, gore go tlo go tle metlha ya thudiso jalo, e e tswang fa pele ga Morena; le gore a rome ene Keresete yo o lo laoletsweng e bong Jesu, yo legodimo le nang le go mo tshola go bo go tle go fitlha le metlha ya tsosoloso ya dilo tsotlhe, e Modimo o buileng ka ga yone ka molomo wa baperofeti ba one ba ba boitshepo, ba ba sa leng ba le yo le kwa tshimologong ya lefatshe.
”Mme ba bantsi ba bone ba ba utlwileng lefoko ba dumela; palo ya banna ya tloga ya nna e ka ne e le 5 000.
”Ga go na poloka mo go ope o sele; le gone ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo go lone.”
”Jaana ya re ba bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, mme ba lemogile fa ba sa rutega, e le batho fela, ba gakgamala; ba ba lemoga fa ba kile ba ne ba nna le Jesu.
”Ba ba bitsa, ba ba laya gore ba se ka ba bua gope, le fa e le go ruta mo ineng la ga Jesu. Petere le Johane ba ba fetola ba re: “E re fa go siame mo matlhong a Modimo go reetsa lona bogolo go go reetsa Modimo, a go atlhole lona; gonne rona ga re na sepe fa e se go bua fela dilo tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.”
”Jaana Morena, bona dipopo tsa bone; mme o neye batlhanka ba gago go bua lefoko la gago ka pelokgale yotlhe fela; le wena o ntse o otlolola letsogo la gago go fodisa; o mme ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka leina la ga Jesu Motlhanka wa gago yo o boitshepo.” E rile ba sena go rapela, felo fa ba phuthegetseng teng ga reketla; mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, mme ba nna ba bua lefoko la Modimo ka pelokgale.
”Baaposetole ba supa ka ga go tsoga ga Morena Jesu, ka nonofo e kgolo; mme tshegofatso e kgolo ya nna mo go bone botlhe.
”E rile ba sena go ba tlisa, ba ba baya fa pele ga lekgotla. Moperesiti yo mogolo a ba botsa a re: “Re lo laile thata re re: Lo se ka lwa ruta mo ineng le; bonang, lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona, lo ikaeletse go baya molato wa madi a motho yo mo go rona.” Petere le baaposetole ba fetola ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.
”Ba dumalana nae; ya re ba sena go bitsa baaposetole, ba ba betsa, ba ba laya gore ba se ka ba bua mo ineng la ga Jesu, ba ba lesa ba tsamaya. Foo ba tswa fa pele ga lekgotla, ba itumela ka ba kailwe tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya Leina. Ka malatsi otlhe, mo tempeleng le mo magabone, ba se ka ba bakela go ruta le go rera Jesu, fa e le Keresete.
”Ya re ka mo ba ba faletseng ba tsamayatsamaya, ba eta ba rera lefoko. Filipo a fologela kwa motseng wa Samaria, a ba bolelela Keresete.
”Mme e rile ba dumela Filipo, jaaka a ba rerela Mafoko a a Molemo, ka ga bogosi jwa Modimo, le ka ga leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.
”Ke gone e rileng ba sena go supa le go bolela lefoko la Morena, ba boela Jerusalema, ba rera Mafoko a a Molemo mo metsaneng e le mentsi ya Basamaria.
”Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo lo, a mo rerela Jesu. Ya re ba sa tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe; mme moopafadiwa a re: “Bona, metsi ke a; ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?” (Filipo a re: “Fa o dumela ka pelo yotlhe ya gago go ka nna jalo.” A mo fetola a re: “Ke a dumela fa Jesu Keresete e le Morwa Modimo.”) Mme a laola gore kara e eme, mme ba fologela mo metsing boo babedi, ene Filipo le moopafadiwa; mme a mo kolobetsa.
”Mme Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, ya re a ntse a ralala, a eta a rera Mafoko a a Molemo mo metseng yotlhe, a tsamaya a ya go fitlha kwa Kaesarea.
”Barenabase a mo tsaya a mo isa kwa baaposetoleng, a ba bolelela ka fa o bonyeng Morena mo tseleng ka teng, a ba a bua nae, le ka fa o rerileng ka pelokgale ka teng mo ineng la ga Jesu kwa Damaseko. Mme a nna a tsamayatsamaya nabo mo Jerusalema, a rera ka pelokgale mo ineng la Morena, a bua, a ba a ganela le Bajuta ba Segerika. Bone ba tsamayatsamaya ba senka go mmolaya.
”Lefoko le o le rometseng bana ba Iseraele, o bolela Mafoko a a Molemo a kagiso ka Jesu Keresete – ke ene Morena wa botlhe – ka re lefoko leo, le lona lo a le itse, le le boletsweng mo lefatsheng lotlhe la Jutea, go simolola kwa Galilea, morago ga kolobetso e Johane o e rerileng;
”Mme a re laya gore re rerele batho, re supe fa yo e le ene yo o laotsweng ke Modimo, gore a nne moatlhodi wa batshedi le baswi. Ke ene yo baperofeti botlhe ba supang ka ga gagwe, fa mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a tlaa bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.” Ya re Petere a sa ntse a bua mafoko a, Mowa o o Boitshepo wa wela botlhe ba ba utlwang lefoko.
”Jaana baaposetole le bakaulengwe ba ba mo Jutea, ba utlwa fa Baditšhaba le bone ba amogetse lefoko la Modimo.
”Mme a re bolelela ka fa o bonyeng moengele a eme mo ntlong ya gagwe ka teng, a mo raya a re: ‘Roma kwa Jopa, o ye go lere Simone, yo o bidiwang Petere; yo o tlaa buang nao mafoko a o tlaa bolokwang ka one, wena le botlhe ba ntlo ya gago.’
”Ya re ba utlwa dilo tse, ba didimala fela, mme ba baka Modimo, ba re: “Jalo Baditšhaba le bone Modimo o ba neile boikwatlhao jwa go bona botshelo.”
”Mme ga bo go le bangwe ba bone, e le banna ba Kupero le Kurene, ba e rileng ba tsile mo Antioke, ba bua le Bagerika le bone, ba ba rerela Morena Jesu. Mme seatla sa Morena sa nna nabo, mme batho ba le bantsi thata ba ba dumetseng ba sokologela mo Moreneng.
”jale jaaka Johane a sena go rera kolobetso ya boikwatlhao mo bathong botlhe ba Iseraele, a ise a tle.
”Re lo lereditse mafoko a a molemo a tsholofetso e e sa leng e solofetswa borara gale,
”Mme ya re ka Sabata o mongwe, motse otlhe wa batla go phuthega, ba tla go utlwa lefoko la Modimo.
”Paulo le Barenabase ba bua ka pelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse fa lefoko la Modimo le ka bolelelwa lona pele. Mme e re ka lo le kgorometsa mo go lona, lo ikatlhola fa lo sa tshwanela botshelo jo bo sa khutleng, bonang, re sokologela kwa go Baditšhaba. Gonne Morena o re laotse jalo a re: ‘Ke go beile lesedi la Baditšhaba, gore o nne poloka le kwa sekhutlong sa lefatshe.’ ”
”Ya re Baditšhaba ba utlwa mo, ba itumela, ba galaletsa lefoko la Modimo; botlhe ba ba laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng ba dumela. Lefoko la Morena la anamisediwa mo lefatsheng lotlhe leo.
”Bajuta ba tlhotlheletsa bahumagadi ba ba rapelang Modimo, le magosana a motse, mme ba tsosetsa Paulo le Barenabase pogiso, ba ba leleka mo melelwaneng ya bone. Mme bone, ba ba tlhotlhorela lorole lo lo mo dinaong tsa bone, ba fetela kwa Ikonio.
”Ga dirala ya re mo Ikonio, ba tsena mmogo mo ntlong ya thuto ya Bajuta, mme ba bua thata, ga ba ga tla ga dumela bontsi jo bogolo jwa Bajuta le jwa Bagerika. Bajuta ba ba ganang go utlwa ba hudua dipelo tsa Baditšhaba, ba ba tlhoisa bakaulengwe.
”Mme ba diega ka lobaka lo loleele teng, ba bua ka pelokgale mo Moreneng, Morena a supa ka ga lefoko la tshegofatso ya gagwe, a ba naya gore ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka diatla tsa bone.
”ba re: “Banna, lo direlang dilo tse? Le rona re batho ba re nang le maikutlo a a etsang a lona, re lo leretse Mafoko a a Molemo a go re, lo tlogele dilo tse tsa boithamako, lo sokologele mo Modimong o o tshedileng, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone;
”Ya re ba sena go rera Mafoko a a Molemo mo motseng oo, mme ba dirile barutwa ba le bantsi, ba boela kwa Lusetera, le kwa Ikonio le kwa Antioke. Ba nitimisa mewa ya barutwa, ba ba laya, gore ba nnele ruri mo tumelong, ba re: “Re na le go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”
”E rile go sena go dirala kgang e kgolo, Petere a ema, a ba raya a re: “Bakaulengwe, lo a itse ka fa e rileng mo motlheng ole Modimo wa itebalebela mo go lona ka teng, gore Baditšhaba ba utlwe lefoko la Mafoko a a Molemo ka molomo wa me, mme ba dumele.
”Ba ya ba ralala lefatshe la Ferugia le la Galatia, ka ba iditswe ke Mowa o o Boitshepo go bolela lefoko mo Asia; e rile ba sena go fitlha bolebana le Musia, ba leka go ya go tsena kwa Bithunia; mme Mowa wa ga Jesu wa se ka wa ba leseletsa; ba feta Musia, ba fologela kwa Teroase. Mme Paulo a bona ponatshegelo bosigo; ga bo go eme monna wa Maketonia a mo rapela, a re: “Kgabaganyetsa kwano Maketonia, o tle go re thusa.” Ya re a sena go bona ponatshegelo e, ra akofa ra senka go tswela kwa Maketonia, re ithaya, re re Modimo o re biditse, gore re ye go ba rerela Mafoko a a Molemo.
”Foo modisa wa ntlo ya kgolegelo a re dipone di tle, mme a tlolela mo teng, a wela fa pele ga Paulo le Silase, a roroma ka poifo, a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Barena, ke tlaa dirang gore ke bolokwe?” Ba re: “Dumela mo go Morena Jesu, mme o tlaa bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.”
”Paulo a tsena mo go bone jaaka tlwaelo ya gagwe, a nna a fetolana nabo ka dikwalo, ka boSabata ba le bararo. A ranola, a ba rulaganyetsa gore, go ne go tshwanetse fa Keresete a tlaa swa, le go ba a tsoga mo losong, a ba a re: “Jesu yo ke mo lo bolelelang, ke ene Keresete.” Bangwe ba bone ba utlwa, mme ba ikopanya le Paulo le Silase; le bontsi jo bogolo jwa Bagerika ba ba rapelang Modimo, le bahumagadi ba le bantsinyana.
”Bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba ba kwa Thesalonika, ka ba amogetse lefoko ka pelo e e etleetsegileng, ba lotolotsa mo dikwalong ka malatsi otlhe, fa dilo tse di ntse jalo.
”Paulo a ema fa gare ga Areopago a re: “Lona banna ba Athene, ke a lemoga fa e kete lo na le tshisimogo mo dilong tsotlhe. Gonne e rile ke feta, ke leba dilo tse lo di obamelang, ka fitlhela le sone sebeso sengwe, se na le sekwalo sa go re: SA MODIMO MONGWE O O SA ITSIWENG. Ke gone, se lona le se obamelang ka go tlhoka go itse, ke sone se ke se lo ranolelang. Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, one, ka o le Morena wa legodimo, le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di agiwang ka diatla; le gone ga o direlwe ke diatla tsa batho, jaaka e kete o tlhoka selo sengwe, e tswa one ka osi o naya botlhe botshelo, le mowa le dilo tsotlhe; o dirile ditšhaba tsotlhe tsa batho, ba tswa mothong a le mongwe fela, go tla ba aga mo lefatsheng lotlhe, ka o tlhomamisitse metlha ya bone e e laotsweng, le melelwane ya maago a bone; gore ba batle Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaape, ba o bone, le fa o se kgakala le mongwe le mongwe wa rona; gonne mo go one re a tshela, mo go one re a tshikinyega, re leyo ka one; jaaka le bangwe bantshi ba dipina ba lona ba buile ba re: ‘Gonne le rona re losika lwa one.’ Ke gone e re ka re le lotsalo lwa Modimo, ga re a tshwanela go gopola fa o e leng Modimo tota o ka tshwana le gouta, le fa e le selefera, le fa e le lentswe le le setilweng ka botswerere le maano a motho. Ke gone, metlha ya botlhoka kitso, Modimo o ne wa e tlhokomologa; mme gompieno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaye ka ntlha tsotlhe, ka o tlhomile letsatsi le o tlaa atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mo laotseng; mo, o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo tsositse mo baswing.”
”Jaana Mojuta mongwe a tla mo Efeso, yo go tweng Apolose, e le Moalekesanteria ka fa botsalong, e le motho yo o seleta mo puong; a bile a nonofile mo dikwalong. Monna yo, o kile a nna a rutwa mo tseleng ya Morena; mme ka a ne a le motho yo o mowa o tlhoafetseng, a bua a ba a ruta batho dilo tse e leng ka ga Jesu ka kelelelo, a itse kolobetso ya ga Johane e le yosi fela. A simolola go bua ka pelokgale mo ntlong ya thuto. Ya re Perisila le Akwila ba mo utlwa, ba mo itseela kwa ga bone, ba mo phuthololela tsela ya Modimo ka kelelelo bogolo.
”A tsena mo ntlong ya thuto, a bua ka pelokgale ka lobaka lwa dikgwedi di le tharo, a fetolana nabo, a leka go ba kgona ka ga dilo tsa bogosi jwa Modimo. E rile bangwe ba ikgwaralatsa dipelo, ba gana go utlwa, ba bua bosula ka ga Tsela fa pele ga batho, a ba tlogela, mme a lomolola barutwa, a fetolana le batho ka malatsi otlhe mo sekoleng sa ga Turano. Mo ga tswelela ka lobaka lwa dinyaga di le pedi; ga tsamaya botlhe ba ba agileng mo lefatsheng la Asia ba utlwa lefoko la Modimo, Bajuta le Bagerika.
”ka fa ke se kang ka boifa ka teng go lo bolelela sengwe le sengwe se se molemo, ke ruta mo ponong, le ka go nna ke tsamaya le matlo. Ke supetsa Bajuta le Bagerika tlhabologelo Modimong, le tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete. Jaana bonang, ke etela kwa Jerusalema, ke pitlaganye mo moweng, ke sa itse dilo tse di tlaa nkwelang teng; fa e se gore, Mowa o o Boitshepo o nkaela mo motseng mongwe le mongwe gore dikgole le dipitlagano di ntuletse. Mme botshelo jwa me ga ke bo kaye sepe, gore e kete ke bo rata thata, e le gore ke tle ke wetse sebaka sa me sa tshiamelo, le tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu, ya go supa Mafoko a a Molemo a tshegofatsho ya Modimo.
”Gonne o tlaa nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe, wa se o se bonyeng, le se o se utlwileng.
”Ya re mo bosigong jwa letsatsi leo, Morena a ema fa go ene, a re: “Nametsega; gonne jaaka o supile ka ga me mo Jerusalema, o na le go supa jalo le kwa Roma.”
”Tsoga, o eme ka dinao; gonne ke go bonaletse gone moo, gore ke go dire modiredi le mosupi wa dilo tse o mponyeng mo go tsone, le wa dilo tse ke tlaa bonalang kwa go wena ka tsone;
”O ya go ba budulola matlho, gore ba tswe mo lefifing, ba sokologele mo leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba sokologele mo Modimong, gore ba bone boitshwarelo jwa dibe, le boswa mo go ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’
”E re ka ke bonye thuso e e tswang mo Modimong, ke ntse ke eme le gompieno, ke supetsa bannye le bagolo, ke sa bue sepe fa e se se baperofeti le Moše ba rileng se tlaa tla: e bong gore, Keresete o na le go swa, le gore ke ene wa pele yo o tlaa bolelang lesedi mo bathong, le mo go Baditšhaba, ka go tsoga mo baswing.”
”Mme a nna dinyaga di le pedi mo ntlong ya gagwe, e o e adimileng ka tuelo, mme a tshola botlhe ba ba yang kwa go ene. A rera bogosi jwa Modimo, a ba a ruta batho dilo tse di leng ka ga Morena Jesu Keresete ka pelokgale yotlhe, go se na ope yo o mo itsang.
”Sa ntlha, ke leboga Modimo wa me, ka Jesu Keresete ka ga lona lotlhe, ka gobo tumelo ya lona e bolelwa mo lefatsheng lotlhe.
”Ke molato le Bagerika le batho seeng, le ba ba botlhale le ba ba dieleele. Jalo ka ga me, ke iketleeditse go rera Mafoko a a Molemo le mo go lona ba lo koo Roma. Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo; gonne ke one thata ya Modimo e e isang polokong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang, pele mo Mojuteng, le mo go ene Mogerika.
”Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela.
”Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
”la go re: Fa o tlaa ipolela ka molomo fa Jesu e le Morena, o ba o dumela mo pelong ya gago fa Modimo o mo tsositse mo losong, o tlaa bolokwa. Gonne motho o dumela ka pelo go isa tshiamong; mme boipolelo bo dirwa ka molomo go isa polokong. Gonne lokwalo lwa re: “Le fa e le mang yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.” Gonne ga go na pharologano ya Mojuta le Mogerika; ka gobo yo e leng Morena, ke Morena wa botlhe, o bile o humetse botlhe ba ba mmitsang. Gonne ga twe: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.”
”Jaana ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi? Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!”
”Mme mafoko a a itumedisang ga ba a ka ba a reetsa botlhe. Gonne Isaia a re: “Morena, mang yo o dumetseng polelo ya rona?”
”Jalo tumelo e tswa mo go utlweng, mme go utlwa go tle ka lefoko la ga Keresete. Ka re, a ga ba a ka ba utlwa? Ee, ruri: “Tumo ya bone e tswetse kwa lefatsheng lotlhe, le mafoko a bone kwa dikhutlong tsa lefatshe.”
”ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso, ka thata ya Mowa o o Boitshepo; ka re, ke simolotse kwa Jerusalema, ka potologa ka ba ka ya go fitlha le kwa Iluriko, ke eta ke rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete ka botlalo.
”Jaana ene yo o nonofileng go lo tlhomamisa ka fa Mafokong a a Molemo a me, le ka fa go rerweng ga Jesu Keresete, ka fa tshenolong ya bosaitsiweng jo bo sa leng bo boloketswe mo tuulalong ka metlha e e sa leng e tlholega e tswa Tsose; jaanong bo senotswe bo bile bo itsisiwe merafe yotlhe ka dikwalo tsa baperofeti, ka fa taolong ya Modimo o o sa tlholegang, gore e tle mo khutlong ya tumelo;
”Gonne Keresete ga a a ka a nthoma gore ke ye go kolobetsa, fa e se gore ke ye go rera Mafoko a a Molemo; mme e be e se ka botlhale jwa puo, e se re kgotsa mokgoro wa ga Keresete wa dirwa lefela fela. Gonne lefoko la mokgoro ke dinyana mo go ba ba senyegang; mme mo go rona ba re bolokwang, ke nonofo ya Modimo. Gonne go kwadilwe ga twe: “Ke tlaa senya botlhale jwa matlhale, le matsetseleko a ba ba ikelelelang ke tlaa a gana.”
”Gonne e rile ka lefatshe, ka botlhale jwa lone, le se ka la lemoga Modimo mo botlhaleng jwa Modimo, ga kgatlha Modimo go boloka ba ba dumelang ka dinyana tsa thero. Ka Bajuta ba lopa ditshupo, le Bagerika ba batla botlhale; mme rona re rera Keresete a bapotswe, e le sekgopiso mo Bajuteng, mme mo go Baditšhaba e le dinyana fela; mo go ba ba biditsweng, Bajuta le Bagerika, re rera Keresete, e le nonofo ya Modimo, le botlhale jwa Modimo. Ka gobo dilo tsa Modimo tse di kaiwang dinyana, di botlhale bogolo go batho; le tsa Modimo tse di kaiwang bokoa, di nonofile bogolo go batho.
”Nna bagaetsho, e rile ke ya koo go lona, ka bo ke sa ye ka bontle jwa puo, le fa e le jwa botlhale, ke lo bolelela bosaitsiweng jwa Modimo. Gonne ke ne ke ikaeletse gore ga nketla ke itse sepe mo go lona, fa e se Jesu Keresete, le ene a bapotswe. Ka nna le lona ke le mo bokoeng, le mo poifong, le mo bogolong jwa thoromo. Puo ya me le go rera ga me, ga se ka ga ema ka mafoko a a mafatshwa a botlhale, fa e se ka tshupetso ya Mowa, le ya nonofo, gore tumelo ya lona e se ka ya ema mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo nonofong ya Modimo fela.
”Le fa go ntse jalo re bua botlhale mo go ba ba itekanetseng; mme e be e le botlhale bongwe jo e seng jwa lefatshe leno, le fa e le jwa babusi ba lefatshe leno, ba ba tswang lefela fela. Mme re bua botlhale jwa Modimo ka bosaitsiweng, e bong botlhale jo bo ntseng bo fitlhilwe, jo Modimo o bo laoletseng kgalaletso ya rona gale pele ga dipopo. E le jo go seng ope wa babusi ba lefatshe leno yo o bo itseng; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morena wa kgalalelo. Re bua fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke dilo tse leitlho le se kang la di bona, le tse tsebe e se kang ya di utlwa, le tse di se kang tsa tsena mo pelong ya motho, e bong dilo tsotlhe tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.”
”Modimo o di senoletse rona ka Mowa. Gonne Mowa o tlhatlhoba dilo tsotlhe, ee, le dilo tse di boteng tsa Modimo. Gonne e mang mo bathong yo o itseng dilo tsa motho, fa e se mowa wa motho o o mo go ene? Go ntse fela jalo le dilo tsa Modimo, ga go ope yo o di itseng, fa e se Mowa wa Modimo. Rona re amogetse mowa o e seng wa lefatshe, e le mowa o e leng wa Modimo; gore re tle re itse dilo tse re di newang fela ke Modimo. E le dilo tse re bileng re di bua, e seng ka puo e re e rutwang ke botlhale jwa motho, e le e re e rutwang ke Mowa, re tshwantsha dilo tsa semowa ka dilo tsa semowa.
”Jaana yo e leng motho wa tlholego, ga a amogele dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne ke dinyana mo go ene; mme ga a ka ke a di itse, ka di sekasekwa ka fa mokgweng wa semowa. Mme yo e leng wa semowa o sekaseka dilo tsotlhe, mme ene ka esi ga a sekasekwe ke motho ope. Gonne mang yo o itsileng mogopolo wa Morena, fa e bo ne ne a ka mo ruta? Mme rona re na le mogopolo wa ga Keresete.
”Nna bagaetsho, ke ne ke sa ka ke ka bua le lona jaaka basemowa, fa e se jaaka basenama fela, le jaaka banyana ba bannye mo go Keresete. Ke lo otlile ka maši, e seng ka dijo tse di loileng; gonne lo ne lo ise lo nonofe; nnyaa, le gompieno ga lo a go nonofela,
”Nna ka jala, Apolose a nosa; mme Modimo wa ungwisa. Jalo yo o jalang e be e se sepe, le fa e le yo o nosang; fa e se Modimo fela o o ungwisang. Jaana yo o jalang le yo o nosang, ba bangwe fela, mme mongwe le mongwe o tlaa amogela tuelo ya gagwe ka fa tirong ya gagwe. Gonne re badiri mmogo le Modimo; lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo.
”Ka thaya motheo jaaka moagi yo o botlhale, ka fa tshegofatsong ya Modimo e ke e neilweng; mme yo mongwe o aga mo go one. Mme a motho mongwe le mongwe a itise ka fa o agang mo go one ka teng. Gonne ga go motho ope yo o ka thayang motheo o sele fa e se o o theilweng, o e leng Jesu Keresete. Mme fa mongwe le fa e le mang a aga mo motheong o ka gouta, le selefera, le maje a a tlhokegang, le logong, le bojang, le dirite; tiro ya mongwe le mongwe e tlaa bonadiwa; gonne letsatsi le tlaa e bolela ka e senolwa ke molelo; molelo ka osi o tlaa leka tiro ya mongwe le mongwe ka fa e ntseng ka teng. E tlaa re fa tiro ya mongwe e ema, e o e agileng mo motheong o tlaa amogela tuelo. E tlaa re fa tiro ya mongwe e fisiwa, o tlaa senyegelwa, mme ene ka esi o tlaa bolokwa; mme e tlaa bo e le mo go tshwanang jaaka a raletse molelo.
”Gonne fa ke rera Mafoko a a Molemo, ga ke na sepe se ke se ikgantshetsang; gonne kgorobelelo e mo go nna; gonne go ka bo go latlhega nna, fa ke sa rere Mafoko a a Molemo.
”Gonne fa ke dira golo mo ka go rata ga me, ke bo ke na le tuelo; mme fa e se ka go rata ga me, ke bo ke neetswe tiro ya tebalebelo. Foo tuelo ya me e be e le eng? Ke go re, e tle e re fa ke rera Mafoko a a Molemo, ke be ke dire gore thero e eme mo go se nang tuelo, gore ke se ka ka ithusa ka botlalo ka tshiamelo ya me mo therong.
”Gonne le fa ke ne ke se mo taolong ya batho bape, ke ipeile mo botlhankeng mo go botlhe, gore ke tle ke gape bogolo. Mo Bajuteng ke ne ke ntse jaaka Mojuta, gore ke tle ke gape Bajuta; mo go ba ba mo molaong, jaaka ke le mo molaong, le mororo ke se mo molaong ka nosi, gore ke tle ke gape ba ba mo molaong. Mo go ba ba se nang molao, ke ntse jaaka ke se na molao, ke sa re ke se na molao mo Modimong, mme ke le mo molaong wa ga Keresete, e le gore ke tle ke gape ba ba se nang molao. Mo go ba ba bokoa ka nna bokoa, gore ke tle ke gape ba ba bokoa. Ke ntse ka nna dilo tsotlhe mo bathong botlhe, e tle e re kgotsa ke boloke bangwe ka mokgwa mongwe.
”Fa ke na le neo ya go ranola, ke bile ke itse masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; fa ke na le tumelo yotlhe, e le e e lekanyeng go hudusa dithaba, mme fa ke se na lorato, ke be ke se sepe fela. Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me, ke otla bahumanegi ka tsone, fa ke ntshetsa mmele wa me go fisiwa, mme fa ke se na lorato, ga go nthuse sepe.
”Jaana bagaetsho, ke lo itsise Mafoko a a Molemo a ke a lo reretseng, a le lona lo a amogetseng, le a lo emeng mo go one, a lo bileng lo bolokwa ka one; ka re, ke lo itsise mantswe a ke a lo reretseng, fa lo sa ntse lo a tshegeditse, fa lo se ka lwa dumelela lefela.
”Ke ntse jaaka ke ntse jaana ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo; tshegofatso ya one e e ntirafaletseng, ga e a ka ya fitlhelwa e le lefela, mme ka dira bogolo go bone botlhe, le fa go ntse jalo ya bo e se nna, mme e le tshegofatso ya Modimo e ke ntseng ke na nayo. Ke gone le fa e le nna, le fa e le bone, re rera jalo, le lona lo dumetse jalo.
”Seelele ke wena! Le se wena ka wesi o se jalang, ga se ke se tshela, fa se sa swe pele. Aitse se o se jalang, ga o jale mmele o o tlaa nnang, fa e se tlhaka fela, kgotsa e le ya mabele, gongwe e le ya peo e sele.
”A Modimo o lebogwe, o o ntseng o re etelela pele ka phenyo mo go Keresete, o bile o utlwatsa ka rona lonko lwa kitso ya gagwe mo mafelong otlhe. Gonne re lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo Modimong, mo go ba ba bolokwang, le mo go ba ba latlhegang; mo go ba bangwe e le lonko lwa loso, lo isa losong; mme mo go ba bangwe e le lonko lwa botshelo, lo isa botshelong. E mang yo o lekanyeng dilo tse?
”Gonne ga re etse ba bantsi, ba ba bapalang ka lefoko la Modimo; re bua mo go Keresete jaaka e le ka bopeloephepa, jaaka e le ka Modimo, jaaka e le mo ponong ya Modimo.
”Fa tirelo ya loso, e e kwadilweng, ya setwa mo matlapeng, fa e tsile ka kgalalelo, bana ba Iseraele ba ba ba tla ba retelelwa ke go leba sefatlhogo sa ga Moše ka tlhomamo, ka ntlha ya kgalalelo ya sefatlhogo sa gagwe; eo ya bo e le kgalalelo e e fetang fela. Tirelo ya mowa yone e tlaa tlhoka jang go nna le kgalalelo bogolo? Gonne e re fa tirelo ya tshekiso e le kgalalelo, bogolo jang tirelo ya tshiamiso e gaisa ka kgalalelo. Gonne ruri se se kileng sa dirwa kgalalelo, ga se a dirwa kgalalelo ka mokgwa o, wa go re se a bonya fa pele ga kgalalelo e e gaisang. Gonne fa se se fetang se ne se ntse ka kgalalelo, bogolo thata se se salang se eme mo kgalalelong.
”Ke gone, e re ka re na le tsholofelo e e ntseng jalo, re bua ka tshosologo e kgolo,
”Dilo tsotlhe di tswa mo Modimong, o o re itetlanyeditseng ka Keresete, mme tirelo ya tetlano wa e naya rona. Ke go re, Modimo o ne o le mo go Keresete, o itetlanya le lefatshe, o sa balele batho ditlolo tsa bone, mme lefoko la tetlanyo wa le naya rona.
”Ke gone, re barongwa mo boemong jwa ga Keresete, go tshwana jaaka e kete Modimo o rapela ka rona. Re a lo rapela mo boemong jwa ga Keresete, ra re, lo letlane le Modimo.
”Gonne wa re: “Ke go utlwile mo motlheng o o lebosegang, le mo letsatsing la poloko ka go thusa.” Bona, jaanong ke motlha o o lebosegang; bona, jaanong ke letsatsi la poloko.
”Re sa kgopise mo go sepe, gore tirelo ya rona e tle e se ka ya bewa molato.
”Gonne bohutsana jo bo tshwanetseng poifomodimo bo tsosa boikwatlhao jo bo isang polokong, e le boikwatlhao jo bo sa ikwatlhaelweng; mme bohutsana jwa lefatshe bo goga loso.
”Ke bua jaana ka re: Yo o jalang ka bongoma, o tlaa roba ga bongoma, yo o jalang ka bogolo, o tlaa roba ga bogolo.
”Yo nayang mojadi peo le senkgwe sa go jewa, o tlaa lo naya a ba a ntsifatsa peo ya lona e e jalwang, a ba a totisa maungo a tshiamo ya lona;
”Re ba re tla re ya go rera Mafoko a a Molemo le mo mafatsheng a a kwa pele ga lona, e seng go ipelafatsa ka sebaka sa yo mongwe, ka ga dilo tse di fitlhelwang a di baakantse gale.
”Kgotsa a ke leofile ka go ikokobetsa, gore lona lo golediwe, ka ke lo reretse Mafoko a a Molemo a Modimo, ke sa lope sepe?
”Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege. Jaaka re buile gale, ke bile ke bua jalo gape ka re: Fa motho mongwe a lo rerela Mafoko a a Molemo a sele, kwa ntle ga a lo a amogetseng, a a hutsege.
”A ke ntse jaana, a ke lekela ntlheng ya batho, kgotsa ya Modimo? Kgotsa a ke leka go kgatlha batho? Fa ke ne ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo fano ke se motlhanka wa ga Keresete. Gonne ke a lo itsise, bagaetsho, ka ga Mafoko a a Molemo a a rerilweng ke nna, ka re, ga a ka fa mothong.
”Ke bapotswe le Keresete; le fa go ntse jalo ke tshedile; le fa go ntse jalo e be e sa tlhole e le nna, mme ke Keresete o tshedileng mo go nna; botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, ke bo tshelela mo tumelong, e bong tumelo e e mo go Morwa Modimo, yo o nthatileng, a ba a intshetsa nna.
”Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.
”Mme a tla a rera kagiso mo go lona ba lo neng lo le kgakala, le kagiso mo go ba ba neng ba le gaufi.
”A neela bangwe gore ba nne baaposetole; ba bangwe gore ba nne baperofeti; ba bangwe bareri ba Mafoko a a Molemo; le ba bangwe badisa ba phuthego, le baruti; gore baitshepi ba itekanediwe, le gore ba dire tiro ya tirelo ya phuthego, le gore ba agelele mmele wa ga Keresete. Go tle go tsamaye re fitlhe rotlhe mo bongwefeleng jwa tumelo le jwa kitso ya Morwa Modimo, go ya go fitlha boemong jwa monna yo o godileng, le mo selekanyong sa go gola ga botlalo jwa ga Keresete; gore re se ka ra tlhola re le banyana ba go heheutlelwa kwano le kwa le go kgarakgatshiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto, ka boferefere jwa batho, ka bohelepa jo bo latedisang timelo.
”Lo sepele mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a lo ratile, a intshetsa rona, a nna tshupelo le setlhabelelo Modimo, tse di isediwang go nna lonko lo lo monate.
”le nna, gore e tle e re ke tswa molomo, ke be ke newe puo ya go utlwatsa bosaitsiweng jwa Mafoko a a Molemo ka botlhoka poifo; a ke leng morongwa yo ke mo diketaneng ka ntlha ya one; gore ke bue mo go one ka botlhoka poifo, jaaka ke tshwanetse go bua.
”bontsi jwa bakaulengwe ba ba mo Moreneng, ka ba ikantse dikgolego tsa me, ba nna tshosologo bogolo go bua lefoko la Modimo ba se na poifo. Le gale bangwe boo ba rera Keresete ka bopelotshetlha le kgang; mme bangwe le bone ka pelo e ntle; ba bangwe ba go dira ka lorato, ka ba itse fa ke beilwe go femela Mafoko a a Molemo; ba bangwe ba rera Keresete ka mokgwa wa go itira lekoko, e seng ka peloephepa, ba gopotse go ntsosetsa pitlagano mo dikgolegong tsa me. Mme e be e le eng? E be e le go re ka mekgwa yotlhe, le fa e le ka boitimokanyo, le fa e le ka boammaaruri, Keresete o a bolelwa; mme ke itumelela gone moo; ee, ke tlaa nna ke itumela fela.
”ke raya fa lo nnela ruri mo tumelong, lo nitame lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Mafoko a a Molemo a lo a utlwileng, a a reretsweng lobopo lotlhe tlase ga legodimo; a nna Paulo ke dirilweng modiredi wa one. Jaana ke a itumela mo matlhokong a ke a utlwisiwang ka ntlha ya lona mme, mo ntlheng ya me, ke tlatsa mo nameng ya me mo go sa tlalang ga dipogiso tsa ga Keresete, ka ntlha ya mmele wa gagwe, o e leng phuthego; e ke dirilweng modiredi wa yone ka fa tebalebelong ya Modimo, e ke e neilweng ka ga lona, go tla ke dirafatsa lefoko la Modimo, e bong bosaitsiweng jo bo sa leng bo lobelwa metlha yotlhe le ditshika tsotlhe, mme gompieno bo senoletswe baitshepi ba one, ba go kgatlhileng Modimo go ba itsise yo e leng letlotlo la kgalalelo ya bosaitseweng jo mo go Baditšhaba, yo e leng Keresete mo go lona, tsholofelo ya kgalalelo; yo re mmolelang, re laya motho mongwe le mongwe, re ruta motho mongwe le mongwe ka botlhale jotlhe, gore re tle re beye motho mongwe le mongwe a itekanetse mo go Keresete;
”lo ntse lo itse fa tuelo ya boswa lo tlaa e amogela mo Moreneng, aitse lo direla Morena Keresete.
”Le rona lo bo lo ntse lo re rapelela gore Modimo o ke o re bulele kgoro ya lefoko, gore re bue bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo ke bileng, ke le mo dikgoleng ka ga jone; gore ke tle ke bo bonatse, jaaka ke tshwanetse go bua. Ba ba kwa ntle lo ba tsamaele ka botlhale, lo ntse lo swela lobaka molemo. A puo ya lona e nne ntle ka metlha yotlhe, e lokilwe ka letswai, gore lo tle lo itse ka fa lo tshwanetseng go fetola mongwe le mongwe ka teng.
”Jaaka Mafoko a a Molemo a rona a se ka a tla mo go lona ka puo fela, mme a tla le ka nonofo, le ka Mowa o o Boitshepo, le ka botlalo jo bogolo; fela jaaka lo itse ka fa re itshupileng mo go lona ka teng gore re batho ba ba ntseng jang ka ntlha ya lona. Lo tlogile lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, ka lo amogetse lefoko mo pogisong e kgolo, mmogo le boitumelo jwa Mowa o o Boitshepo;
”Mme e rile ka re ne re utlwile botlhoko gale, ra ba ra dirwa dilo tsa botlhabisa ditlhong kwa Filipi, jaaka lo itse, ra sosologela pele mo Modimong wa rona go bua le lona Mafoko a a Molemo a Modimo, re le mo ntweng e kgolo. Gonne go laya ga rona ga go tswe mo go timeleng, le fa e le mo lesweng, le fa e le mo bolotsaneng; mme fela jaaka re kailwe boikanngo ke Modimo go neelwa Mafoko a a Molemo, re bua jalo; e seng gore re kgatlha batho, fa e se Modimo fela o o lekang dipelo tsa rona. Gonne le gone ga re ise re ke re fitlhelwe gope re bua mafoko a a borethe, jaaka lo itse, le fa e le go itirela seipato sa go ikhumisa; Modimo ke mosupi; le fa e le go batla tlotlo mo bathong, le fa e le mo go lona, le fa e le mo go ba bangwe, le mororo go ne go re lekanye fela go lo rwesa bokete, ka re le baaposetole ba ga Keresete. Re ne re le bonolo mo gare ga lona, jaaka fa moamusi a ngomaela bana ba e leng ba gagwe; fela jalo, e re ka re ne re lo tlhoafaletse ka lorato, ra bo re itumela go lo naya, e seng Mafoko a a Molemo a Modimo a le osi, le e leng mewa ya rona, ka lo ne lo setse lo ratwa ke rona thata. Gonne lo a gakologelwa, bagaetsho, mofufutso wa rona le thekisego, e ne ya re re ntse re dira bosigo le motshegare, gore re tle re se ka ra imela ope wa lona, ra lo rerela Mafoko a a Molemo a Modimo.
”Mogang o tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa mo tsatsing leo ke botlhe ba ba dumetseng, gonne tshupo ya rona mo go lona e ne ya dumelwa.
”Mo o lo go bileditseng ka Mafoko a a Molemo a rona, gore lo bone kgalalelo ya Morena wa rona Jesu Keresete. Ke gone jalo bagaetsho, ka re, emang lo tiile, lo tshegetse dipolelo tse lo di rutilweng, le fa e ka bo e le ka lefoko la molomo, kgotsa ka lokwalo lwa rona.
”Tlhabana ntwa e e molemo ya tumelo, o tshware botshelo jo bo sa khutleng, jo o bo bileditsweng, wa ipolela ka boipolelo jo bo molemo mo ponong ya basupi ba le bantsi.
”Ke gone, o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ga tshupo ya Morena wa rona, le fa e le ka ga me ke le mogolegwi wa gagwe, mme o itshokele bothata o na le Mafoko a a Molemo ka fa thateng ya Modimo; o o re bolokileng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, fa e se ka fa boikaelelong jwa one le tshegofatso, e re sa leng re e newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo. Jaanong go senotswe ke go bonala ga Mmoloki wa rona Keresete Jesu, yo o nyeleditseng loso, a baya botshelo le bosaboleng mo leseding ka Mafoko a a Molemo, a ke beilweng moreri wa one, le moaposetole, le moruti. Ke ka gone moo ke bileng ke boga dilo tse; le fa go ntse jalo, ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse ene yo ke mo dumetseng, ke a tlhomamisa fa a nonofile go dibela se ke se mo neetseng go ya go fitlha mo tsatsing leo.
”Dilo tse o di utlwileng mo go nna mo gare ga basupi ba le bantsi, tsone tseo o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba tlaa nonofang le go di ruta ba bangwe.
”Ke gone, ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya ba ba itshenketsweng, gore le bone ba amogele poloko e e mo go Keresete Jesu, le kgalalelo e e sa khutleng. Go boikanngo polelo e e reng: “Gonne fa re kile ra swa nae, le gone re tlaa tshela nae; fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola;
”O ba gakolole dilo tse, o ntse o ba laya mo ponong ya Morena, gore ba se ka ba ganela ka ga mafoko fela, mo go se nang thuso, e le mo go timetsang fela ba ba utlwang. O tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo. O tshabe tse e leng dipalabalo tse di bosula; gonne ba ba di tlwaelang ba tlaa tswelela kwa pele mo boikepong.
”Rera lefoko, o tlhoafale go le lobaka le go se lobaka; o tlhotlhomise, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta. Gonne motlha o tlaa tla o ba se ketlang ba iteseletsa go utlwa thuto e e itekanetseng ka one; mme e re ka ba le ditsebe tse di babanyegang, ba tlaa ikgobokanyetsa baruti ba ba ka fa dikgatlhegong tsa bone. Ba tlaa itsubula mo boammaaruring, ba fapogela kwa mainaneng. Mme wena o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago.
”Mme Morena o ne a ema fa go nna, a ba a nnaya thata; e le gore taetso e tle e bolelwe ka botlalo ka nna, le gore Baditšhaba botlhe ba utlwe; ka gololwa mo molomong wa tau.
”Gonne tshegofatso ya Modimo e bonetse, e tlela batho botlhe poloko.
”Ke rapela gore bolekane jwa tumelo ya gago nabo bo tle bo nne le tiro, gore ba itse sengwe le sengwe se se molemo, se se mo go rona ntlheng ya ga Keresete; gonne ke bonye boitumelo jo bogolo le kgomotso mo loratong lwa gago, ka dipelo tsa baitshepi di rudisitswe ke wena, ngwana a rra. Ke gone, le fa ke ne ke ka nna le tshosologo mo go Keresete go go laolela se se tshwanetseng,
”Ke gone, rona a re boifeng, e tlaa re kgotsa polelo ya tsholofetso e ntse e le teng, ya go tsena mo boikhutsong jwa one, mongwe wa lona a ba a nne e kete o e tlhaetse. Gonne ammaaruri le rona re ntse ra nna ra rerelwa mafoko mangwe a a molemo, fela jaaka bone; mme lefoko la kutlo ga le a ka la solega molemo mo go bone, ka ba se ka ba tshwaraganngwa ka tumelo le bone ba ba utlwileng. Gonne rona ba re dumetseng re tsena mo boikhutsong joo, fela jaaka o rile: “Jaaka ke ikanne mo bogaleng jwa me ka re: ‘Ga ba ketla ba tsena mo boikhutsong jwa me,’ ” le fa ditiro di sa le di wediwa mo tlholegong ya lefatshe.
”Gonne lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go feta ditšhaka tsotlhe tse di magale mabedi, mme le tlhabe le ye go kgaoganya pelo le mowa, ditokololo le moko, le bofefo go lemoga megopolo le maikaelelo a pelo. Ga go na sebopiwa sepe se se sa bonatshegeng mo matlhong a one; mme dilo tsotlhe di apogile, di senogile fa pele ga matlho a one o re nang le go dirana nao.
”Ke gone, se latlheng tshosologo ya lona, e e nang le tefo e kgolo ya tuelo.
”Mme kwa ntle ga tumelo go reteletse ruri go o kgatlha. Gonne yo o tlang Modimong o na le go dumela fa o le yo, e bile e le one moduedi wa ba ba o batlang.
”Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo o o nayang botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe; mme o tlaa bo newa.
”Fa motho mongwe a ithaya a re ke modumedi, mme a sa kganele loleme lwa gagwe, a itsietsa pelo, tumelo ya motho yo ke lefela.
”Bagaetsho, fa mongwe mo go lona a timetswe ke boammaaruri, mme mongwe a mo sokolola; a a itse fa yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, a ba a bipa bontsi jwa dibe.
”Ga senolelwa bone bao fa ba sa itirele, mme ba direla lona ka dilo tseo, tse gompieno lo di itsisitsweng ke ba ba lo reretseng Mafoko a a Molemo, ka Mowa o o Boitshepo o o romilweng o tswa legodimong; e le dilo tse baengele ba eletsang go leba mo go tsone.
”ka lo bile lo tsetswe gape, e seng ka peo e e bolang, mme e le ka e e sa boleng, ka lefoko la Modimo le le tshedileng le le nnetseng ruri. Gonne ga twe: “Nama yotlhe ke bojang, le go kgaba gotlhe ga yone go etsa sethunya sa bojang. Bojang bo a swaba, sethunya se we; mme lefoko la ga Jehofa le ntse ka bosakhutleng.” Mme leo ke lone polelo ya Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng.
”Fela jaaka banyana ba e leng gone ba tsalwang, lo tlhologelelwe maši a semowa a a se nang boferefere, gore lo tle lo golele polokong ka one. Ke raya fa e rile lo mo lekeletsa lwa fitlhela Morena a le pelotshweu.
”Ke gone botlhokego bo kwa go lona ba lo dumetseng; mme kwa go ba ba sa dumelang: “Lentswe le baagi ba le ganneng, ke lone le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho.” Gape: “Lentswe la kgokgweetso, le lefika la kgopiso,” gonne ba kgweetsega mo lefokong, ka e le ba sa utlweng; e le mo ba bileng ba go laoletswe.
”Mme lona lo losika lo lo itshenketsweng, lo boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, lo tšhaba e e ruilweng ke Modimo ka sebele, gore lo tle lo bonatse go tlotlomala ga yo o lo biditseng, a lo bitsa lo le mo lefifing, a lo isa leseding la gagwe le le gakgamatsang;
”mme lo itshepise Keresete mo dipelong tsa lona e le ene Morena; lo ntse lo iketleeditse ka metlha yotlhe go fetola motho mongwe le mongwe yo o lo botsang ka ga tsholofelo e e mo go lona go re e tswa kae. Le fa go ntse jalo e nne ka boikokobetso le poifo: Lo le segakolodi se se siameng, gore e tle e re mo go se se bosula se ba se buang ka ga lona, bone ba ba kgalang go tshela sentle ga lona mo go Keresete, ba be ba tlhajwe ke ditlhong.
”Gonne e rile fa re lo itsise nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete, le go tla ga gagwe, ra bo re sa bolele ditlhamane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba re bonyeng borena jwa gagwe ka matlho.
”Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.
”Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe.
”Yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo bope, ka peo ya one e nnela ruri mo go ene, mme ga a ka ke a leofa, ka a tsetswe ke Modimo. Bana ba Modimo ba farologanyesega ka mokgwa o le bana ba diabolo; yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng mogagabo.
”Rona re ba Modimo; yo o itseng Modimo o a re utlwa; mme yo o seng wa Modimo ga a re utlwe. Re a itse mowa wa boammaaruri, le mowa wa timelo ka gone moo.
”Fa re amogela tshupo ya batho, tshupo ya Modimo e kgolo bogolo; gonne tshupo ya Modimo ke e, gore o supile ka ga Morwa one. Yo o dumelang mo go Morwa Modimo, o na le tshupo mo teng ga gagwe; yo o sa dumelang Modimo, o o akisitse; ka a se ka a dumela tshupo e Modimo o e supileng ka ga Morwa one. Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one.
”yo o supileng ka ga lefoko la Modimo, le ka ga tshupo ya ga Jesu Keresete, ke go re ka ga dilo tsotlhe tse o di bonyeng.
”Bona, ke eme fa mojako ke kgwanyakgwanya; fa motho mongwe, le fa e le mang a utlwa lentswe la me, a mpulela, ke tlaa tsena kwa go ene ke ja selalelo nae, le ene le nna.
”mme ba thela lošalaba lo logolo ba re: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.”
”Ke tlaa naya basupi ba me ba babedi taolo, mme ba tlaa bolela ka malatsi a le 1 260, ba apere letsela la kgetse.” Ba ke bone ditlhare tse pedi tsa matlhware, le ditlhomo tsa dipone tse pedi, tse di emeng fa pele ga Morena wa lefatshe. Fa motho, le fa e le mang, a eletsa go ba utlwisa botlhoko, molelo o tswe mo ganong la bone, o laile baba ba bone; mme fa motho mongwe a tlaa eletsa go ba utlwisa botlhoko, o na le go bolawa ka mokgwa o o ntseng jalo. Ba, ba na le thata ya go tswala legodimo, gore pula e se ne ka metlha ya go perofesa ga bone; mme ba na le thata mo metsing go a fetola madi, le go itaya lefatshe ka petso nngwe le nngwe gangwe le gape, ka fa ba eletsang ka teng.
”E tlaa re ba sena go wetsa tshupo ya bone, sebatana se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekeletso, se tlaa ba tlhasela, se ba fenya, se ba bolaya. Ditoto tsa bone di tlaa namalala mo mmileng wa motse o mogolo, o o bidiwang Sotoma le Egepeto, ka mokgwa wa semowa, kwa le ene Morena wa bone o bapotsweng gone. Mme batho e le ba ditšhaba, le ba ditso, le ba dipuo, le ba merafe, ba tlaa leba ditoto tsa bone ka malatsi a le mararo le ntlha e nngwe ya letsatsi, ba sa leseletse ditoto tsa bone go tsenngwa mo phupung. Ba ba agileng mo lefatsheng ba itumela ka ga bone, ba dira mokete ka ntlha ya bone; mme ba tlaa naana dineo; ka baperofeti ba babedi bao ba ne ba tlhokofatsa ba ba agileng mo lefatsheng. Morago ga malatsi a mararo a a nang le ntlha e nngwe ya letsatsi, mowa wa botshelo o o tswang Modimong wa tsena mo go bone, mme ba ema ka dinao; poifo e kgolo ya wela ba ba ba bonang.
”Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.
”Kgogela ya nna bogale le mosadi, ya feta ya ya go tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe, ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu; mme ya ema fa mošaweng wa lewatle.
”Mme mo melomong ya bone go se ka ga fitlhelwa leaka lepe; ga ba na bogale bope.
”E rile morago ga dilo tse ka utlwa e kete lošalaba lo logolo lwa boidiidi jo bogolo jwa batho mo legodimong, le re: “Haleluja! Poloka, le kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo wa rona.
”Mme a nthaya a re: “Kwala o re: ‘Go sego ba ba lalelediwang selalelo sa nyalo ya Kwana!’ ” A nthaya a re: “A ke mafoko a ammaaruri a Modimo.” Ka wela fa pele ga dinao tsa gagwe ka re ke a mo obamela. A nthaya a re: “O se ka wa ba wa go dira moo; ke motlhanka ka wena, le ka ba gaeno ba ba bolokileng tshupo ya ga Jesu. Obamela Modimo; gonne tshupo ya ga Jesu ke mowa wa thuto.”
”Ka bona ditulo tsa bogosi, batho ba dula mo go tsone, ba neelwa katlholo; ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya tshupo ya ga Jesu, le ka ntlha ya lefoko la Modimo, le ba ba se kang ba obamela sebatana, le fa e le setshwantsho sa sone, le gone ba se ka ba iteseletsa go tshwaiwa lotshwao mo diphatleng, le mo diatleng tsa bone; mme ba tshela ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di le sekete.
”“Bonang, ke tloga ke tlaa ka bonako; tuelo ya me ke na nayo, gore ke duele motho mongwe le mongwe ka fa tiro ya gagwe e ntseng ka teng.
”