26 – Puso

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Puso.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

2 Kings 21:16

Gape Manase a tsholola madi a batho a a se nang molato a le magolo thata, a ba a tla a tlatsa Jerusalema ka one, go tswa ntlheng nngwe le go ya e nngwe; kwa ntle ga boleo jo o ne a leofisa Bajuta ka jone, ka go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa.

Psalms 2:1-4

Ana merafe e šakgaletseng, le ditšhaba di tlhatlhanyetsang selo sa boithamako? Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa, le balaodi ba logisanya maano, ka ga Jehofa, le ka Motlodiwa wa gagwe, ba re: “A re kgaoleng dithapo tsa bone, le megala ya bone re e latlhe mo go rona.” Ene yo o dutseng mo magodimong o tlaa tshega; Jehofa o tlaa ba sotla.

Revelation 11:15-18

Moengele wa bosupa a letsa; ga tloga ga nna mantswe a magolo mo legodimong a re: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Bagolwane ba ba 24, ba ba dutseng mo ditulong tsa bone tsa bogosi fa pele ga Modimo, ba wela fa fatshe ba obamela Modimo. Ba re: “Re go ntshetsa malebogo Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone, ka e le fa o itseetse thata ya gago e kgolo, o a busa. Ditšhaba tsa tlala bogale, mme bogale jwa gago jwa tla, le lobaka lwa baswi go atlholwa, le lobaka lwa go naya baperofeti batlhanka ba gago tuelo ya bone, le baitshepi, le ba ba boifang leina la gago, bannye le bagolo; le lwa go senya ba ba senyang lefatshe.”

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 419

Genesis 2:7

Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.

Genesis 9:6

“Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho; gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa one.

Genesis 10:32

Tseo, ke ditshika tsa bomorwa Noa, ka fa ditshikeng tsa bone, mo merafeng ya bone; mme merafe ya kgaogana ka bone bao mo lefatsheng morago ga morwalela.

Genesis 11:1-9

Lefatshe lotlhe la bo le le puo e le nngwe fela, le mafoko a le mangwe fela. Mme ga dirala ya re batho ba etela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi, ba fitlhela lobala longwe mo lefatsheng la Shinare; mme ba aga gone. Ba raana, ba re: “Tlang re direng setene, re se bese se butswe thata.” Setene ya bo e le sone maje a bone, mme bitumena ya bo e le seretse sa bone. Ba re: “Tlang re ikageleng motse, le kago e e godileng e setlhowa sa yone se tlaa fitlhang kwa legodimong, mme a re itireleng leina; e se re kgotsa ra phatlalalela mo lefatsheng lotlhe.” Mme Jehofa a fologela go bona motse, le kago e e godileng e bana ba batho ba e agang. Jehofa a re: “Bonang, ke batho ba le bangwe fela, ba bile ba na le puo e le nngwe fela botlhe; mme se ke sone se ba simololang go se dira. Jaanong ga ba ketla ba kgoreletsega mo go sepe se ba ikaeletseng go se dira. Tlang re fologeng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gone, gore ba se ka ba utlwana mo puong.” Jalo Jehofa a ba phatlalaletsa le lefatshe lotlhe; mme ba khutla go aga motse. Ke gone ka moo, leina la gone go tulweng Babele, ka gobo Jehofa a petekantse puo ya lefatshe lotlhe gone; Jehofa a ba phatlalaletsa le lefatshe lotlhe go tswa gone.

Genesis 12:2

Ke tlaa dira morafe o mogolo ka wena; ke tlaa go segofatsa, ke dira leina la gago le nna legolo, gore wena o nne tshegofatso.

Genesis 35:11

Modimo wa mo raya wa re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe; ata, o ntsifale. Morafe o tlaa tswa mo go wena le lesomo la merafe, le dikgosi di tlaa tswa mankopeng a gago.

Genesis 41:40-44

O tlaa nna tlhogo ya ntlo ya me: batho botlhe ba me ba tlaa laolwa ka fa lefokong la gago; fa e se mo setulong sa bogosi fela, ke tlaa nna mogolo mo go wena.” Faro a raya Josefe a re: “Bona, ke go tlhomile go nna tlhogo ya lefatshe lotlhe la Egepeto.” Faro a rola lenyena le le kanang mo seatleng sa gagwe, a le rwesa Josefe mo seatleng, a mo apesa diaparo tsa leloba le le boleta, a ba a mo apesa mpolokwane wa gouta ma thamong ya gagwe. A mo palamisa kara ya bobedi e o nang nayo; mme ba goa fa pele ga gagwe ba re: “Khubamang ka mangole;” a mo tlhoma go nna tlhogo ya lefatshe lotlhe la Egepeto. Faro a raya Josefe a re: “Ke nna Faro, kwa ntle ga gago ga go ketla go tsholetsa ope letsogo la gagwe le fa e le lonao lwa gagwe mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.”

Exodus 7:10-13

Moše le Arone ba tsena kwa go Faro ba dira jaaka Jehofa a ne a laotse; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Faro le fa pele ga batlhanka ba gagwe, mme ya fetoga noga. Foo Faro le ene a bitsa matlhale le baloi; le bone ba dira fela jalo ka mereo ya bone, e le bone dingaka tsa Egepeto. Ka gobo monna mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe, mme tsa fetoga dinoga; mme thobane ya ga Arone ya kometsa dithobane tsa bone. Pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile.

Exodus 11:4-8

Moše a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘Ke tlaa re e ka ne e le bosigogare ke tswe ke ye kwa gare ga Egepeto; mme bana ba ntlha botlhe mo lefatsheng la Egepeto ba tlaa swa, go simolola ka ngwana wa ntlha wa ga Faro yo o dutseng mo setulong sa bogosi go ya ngwaneng wa ntlha wa lelata le le fa morago ga lelwala; le maitibolo otlhe a dikgomo. Go tlaa nna segajaja se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, se go iseng go dire le sepe se se tshwanang naso, le gone go se nka go tlhola go nna sepe se se tshwanang naso gope. Ka ga bana ba Iseraele, le fa e le ntša ga go ketla go nna le epe e e tlaa lelenyang, go ba dira sengwe, motho le fa e le kgomo,’ gore lo tle lo itse fa Jehofa a farologanya Baegepeto le Iseraele. Mme batlhanka ba, ba gago ba tlaa tla kwa go nna ba nkhubamela, ba re: ‘Tswa, wena le batho botlhe ba ba go salang morago.’ Morago ga moo ke tlaa tswa.” Mme a tswa mo go Faro a le bogale thata.

Exodus 12:29-30

Ga diragala ya re bosigogare Jehofa a bolaya bana ba ntlha botlhe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka ngwana wa ntlha wa ga Faro yo o dutseng mo setulong sa bogosi, go ya ngwaneng wa ntlha wa mogolegwi yo o mo moleteng, le maitibolo otlhe a dikgomo. Faro a tsoga bosigo, ene, le batlhanka botlhe ba gagwe le Baegepeto botlhe. Ga nna segajaja se segolo mo Egepeto; gonne go ne go se na ntlo epe e go nang moswi mo go yone.

Exodus 15:18

Jehofa o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”

Exodus 18:19-22

A ko o utlwe lentswe la me, ke tlaa go naya kgakololo, mme Modimo o nne nao; ka re, wena o emele batho ntlheng ya Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong, o ba rute ditao le melao, o ba kaele tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone, le tiro e ba tshwanetseng go e dira. Gape, mo bontsing jwa batho o lebalebe banna ba ba nonofileng, ba ba boifang Modimo, banna ba boammaaruri, ba ba ilang papadi e e sa siamang; mme o tlhome ba ba ntseng jalo mo go bone, gore e nne balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba masome a matlhano, le baloadi ba masome; ba atlhole batho ka metlha yotlhe; mme mafoko otlhe a matona ba a lere mo go wena, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhole ka bosi; jalo go nne bofefo mo go wena, ba rwale morwalo nao.

Exodus 18:25-26

Moše a tlhaola banna ba ba nonofileng mo go Baiseraele botlhe, a ba dira ditlhogo mo bathong, balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba masome a matlhano, le balaodi ba masome. Ba atlhola batho ka metlha yotlhe; mafoko a a thata ba a ise kwa go Moše, mme mafoko a mabotlana ba a atlhole ka bosi.

Exodus 19:6-7

lo tlaa bo lo ntse bogosi jwa baperesiti mo go nna, le morafe o o boitshepo. A, ke mafoko a o tla a buang le bana ba Iseraele.” Moše a tla a bitsa bagolwane ba batho, mme mafoko otlhe a Jehofa o a mo laoletseng, a a baya fa pele ga bone.

Exodus 22:28

“O se ka wa kgala baatlhodi, le fa e le go roga molaodi wa batho ba gago.

Leviticus 18:24-28

“Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe sa dilo tse, gonne merafe e ke e lelekileng fa pele ga lona e itshekolotswe ka dilo tsotlhe tse. Le lefatshe le itshekolotswe, ke gone ka moo tshiamololo ya lone ke bo busetsang mo go lone, mme lefatshe le tlhatsa banni ba lone. Ke gone lona lo bolokeng melao ya me, le dikatlholo tsa me, lo se ka lwa dira sepe sa dilo tse, tse di makgapha; le fa e le yo o tsaletsweng mo gae, kgotsa moeng yo o jakileng mo go lona. Gonne dilo tsotlhe tse di makgapha tse, banna ba lefatshe ba ba neng ba le pele ga lona ba di dirile, ka moo lefatshe le itshekolotswe, gore lefatshe le se ka la lo tlhatsa le lona, fa lo le itshekolotse, jaaka le tlhatsitse morafe o o neng o le gone pele ga lona.

Leviticus 20:22-24

“Ke gone lo bolokeng melao ya me, le dikatlholo tsa me lo do dire, gore lefatshe le ke lo isang kwa go lone lo ya go nna mo go lone le se ka la lo tlhatsa. Lo se ka lwa sepela mo mekgweng ya morafe o ke o lelekang fa pele ga lona, gonne ba ne ba dira dilo tse tsotlhe, mme ke ba tlhoile ka ntlha ya gone moo. Ke lo boleletse ka re: ‘Lo tlaa ja lefatshe la bone boswa, ke tlaa le lo naya go le rua, e le lefatshe le le elang maši le dinotshe.’ Ke nna Jehofa Modimo wa lona, yo ke lo lomolotseng mo ditšhabeng tse dingwe.

Leviticus 26:46

Tse ke tsone melao le dikatlholo, le ditaolo tse Jehofa o neng a di dira gare ga gagwe le bana ba Iseraele, mo thabeng ya Sinai, ka seatla sa ga Moše.

Deuteronomy 17:14-17

“O tlaa re o sena go fitlha mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang, mme o le rua, o aga mo go lone, mme o ithaya o re: ‘Ke tlaa ipeela kgosi, jaaka merafe yotlhe e e mo tikologong ya me.’ Kwa ntle ga dilo tsotlhe, o ipeele kgosi e le motho yo Jehofa Modimo wa gago o tlaa mo itshenkelang; o ipeele kgosi motho yo o leng mongwe wa bana ba rraeno; o se ka wa ipeela kgosi motho yo o leng wa ditšhaba, yo e seng ngwana wa ga rraeno. Go le gosi fela a se ka a intsifaletsa dipitse; le fa e le go busetsa batho kwa Egepeto, gore a ntsifatse dipitse; gonne Jehofa o lo reile a re: ‘Lo se ka lwa tlhola lo boela kwa tseleng eo.’ Le gone a se ka a intsifaletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga; le gone a se ka a intsifaletsa selefera le gouta bobe.

Deuteronomy 17:18-20

“Go tlaa dirala gore fa a dula mo setulong sa bogosi jwa gagwe, a a ikwalele malebela a molao o o mo lokwalong, a a tseye mo go lo lo fa pele ga baperesiti, e bong Balefi; mme a nne nalo, a bale mo go lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe, le go tshegetsa mafoko otlhe a taolo e, le ditaolo tse, go di dira, gore pelo ya gagwe e se ka ya ikgodisetsa bana ba ga rraagwe, le gore a se ka a fapoga taolo a ya ka fa ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema; e le gore a lelefatse malatsi a gagwe mo bogosing jwa gagwe, ene le bana ba gagwe mo gare ga Iseraele.

Deuteronomy 32:8

E rile Mgodimodimo a abela merafe boswa jwa yone, ka a kgaoganya bana ba batho, a tlhomela ditšhaba melelwane ka fa palong ya bana ba Iseraele.

Judges 8:22-23

Foo banna ba Iseraele ba raya Giteone ba re: “O re buse, wena le morwao le ene morwa morwao; gonne o re golotse mo seatleng sa Bamidiane.” Giteone a ba raya a re: “Ga nketla ke lo busa, le morwaake ga a ketla a lo busa; Jehofa o tlaa lo busa.”

Judges 17:6

Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraele; motho mongwe le mongwe a dira se se siameng mo matlhong a gagwe fela.

1 Samuel 8:1-3

Ga dirala, e rile Samuele a tsofetse, a baya bomorwawe baatlhodi ba Iseraele. Leina la motsalwapele wa gagwe e ne e le Joele, leina la wa bobedi Abia; ba bo ba le baatlhodi mo Beerešeba. Mme bomorwawe ga ba a ka ba sepela mo ditseleng tsa gagwe, ba fapogela papading, ba amogela dituelelo tsa phaposo, ba sokamisa katlholo.

1 Samuel 8:6-7

Mme lefoko leo la hutsafatsa Samuele, ka ba re: “Re neye kgosi go re atlhola.” Mme Samuele a rapela Jehofa. Jehofa a raya Samuele a re: “Reetsa lentswe la batho mo go tsotlhe tse ba di buang nao; gonne ga ba a gana wena, ba ganne nna, gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.

1 Samuel 8:9-18

Ke gone, reetsa lentswe la bone; le fa go ntse jalo o tlaa bua nabo ka go ganela ka mo go masisi, o ba kaela mokgwa wa kgosi e e tlaa ba busang, ka fa o tlaa nnang ka gone.” Samuele a bolelela batho botlhe ba ba mo lopileng kgosi, mafoko otlhe a ga Jehofa. A re: “Mokgwa wa kgosi e e tlaa lo busang o tlaa nna jaana, e tlaa tsaya bomorwaa lona, e ba itaolela, e ba neela dikara tsa yone, le go nna bapalama dipitse ba yone; ba tlaa siana fa pele ga dikara tsa yone. E tlaa ba itaolela e ba dira balaodi ba sekete, le balaodi ba 50; bangwe ba tlaa e lemela masotla, ba tlaa e robela mabele, ba tlaa e thulela dibolao tsa ntwa, le dibolao tsa dikara tsa yone tsa tlhabano. E tlaa tsaya bomorwadia lona go nna badira dinkgisa monate, le go nna baapei, le babesi ba dijo. E tlaa tsaya matlhagare a lona, le masimo a lona a mafine, le masimo a lona a matlhware, e bong one a a molemo bogolo, e a neye batlhanka ba yone. E tlaa kgaoganya peo ya lona e tsaya sa bosome, le sa masimo a mafine, e se naya maotlana a yone le batlhanka ba yone. E tlaa tsaya batlhanka ba lona, le malata a lona, le makau a lona a mantlentle, le diesela tsa lona, e di tsenya mo tirong ya yone. E tlaa tsaya sa bosome sa matsomane a lona; mme lo tlaa nna batlhanka ba yone. Lo tlaa lela mo tsatsing leo ka ntlha ya kgosi ya lona e lo tlaa bong lo e itshenketse; mme Jehofa ga a ketla a lo araba mo tsatsing leo.”

1 Samuel 8:19-20

Mme batho ba gana go reetsa lentswe la ga Samuele, ba re: “Nnyaa, re rata ra nna le kgosi; gore le rona re tshwane le merafe yotlhe, le gore kgosi ya rona e re atlhole, e tswe e re etelele pele e re tlhabanele dintwa tsa rona.”

1 Samuel 9:17

Ya re Samuele a bona Saule, Jehofa a mo raya a re: “Bona monna yo ke buileng nao ka ga gagwe, ke yo; ene o tlaa nna le taolo mo bathong ba me.”

1 Samuel 10:1

Foo Samuele a tsaya kurwana ya lookwane, a lo tshela mo tlhgong ya ga Saule, a mo atla, a mo raya a re: “A ga se go re, Jehfa o go tloditse, gore o nne kgosana ya boswa jwa gagwe?

1 Samuel 10:19

Mme gompieno lo ganne Modimo wa lona, o o lo gololang ka osi mo ditshenyegelong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tsa lona; lo o reile lwa re: ‘Nnyaa, re tlhomele kgosi.’ Mme jaana, ikemiseng fa pele ga Jehofa ka fa ditsong tsa lona, le ka fa masomosomong a lona.”

1 Samuel 10:24-25

Samuele a raya batho botlhe a re: “A lo a bona ene yo Jehofa o mo itshenketseng, fa go se na ope yo o tshwanang nae mo bathong botlhe ba?” Batho botlhe ba thela lošalaba ba re: “A kgosi e tshele!” Foo Samuele a bolelela batho mokgwa wa bogosi, a ba a go kwala mo lokwalong, a lo baya mo polokong fa pele ga Jehofa. Mme Samuele a naya batho botlhe tsela, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe.

1 Samuel 10:26-27

Saule le ene a ya kwa ga gagwe kwa Gibea; mme ga ya nae lesomo la banna ba ba pelokgale, ba Modimo o amileng dipelo tsa bone. Mme banna bangwe ba ba diramatla ba re: “Monna yo, o tlaa re boloka jang?” Ba mo nyatsa, ba se ka ba mo leretse mpho epe. Mme ene a didimala fela.

1 Samuel 11:6-7

Ya re Saule a utlwa mafoko ao, mowa wa Modimo wa tlaa ka thata mo go ene, le bogale jwa gagwe jwa tuka thata. A tshwara dikgomo tsa jokwe mongwe, a di kgabetlela, a di isa mo ntlheng tsotlhe tsa Iseraele ka barongwa, a re: “Le fa e le mang yo o sa bololeng a sala Saule le Samuele morago, dikgomo tsa gagwe di tlaa dirwa fela jalo.” Therego ya ga Jehofa ya wela batho, ba bolola jaaka motho a le mongwe fela.

1 Samuel 11:12

Batho ba raya Samuele ba re: “Yo o rileng: ‘A Saule o tlaa re busa, ke mang?’ Lere banna bao gore re ba bolaye.”

1 Samuel 11:15

Mme batho botlhe ba ya Gilegale; ba dira Saule kgosi gone fa pele ga Jehofa mo Gilegale; ba tlhabela gone ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso, fa pele ga Jehofa; mme Saule le Baiseraele ba itumela thata gone.

1 Samuel 12:12-15

E rile lo bona fa Nahaše kgosi ya bana ba ga Amone a lo bololetse lwa nthaya lwa re: ‘Nnyaa, mma re busiwe ke kgosi;’ le mororo Jehofa Modimo wa lona e ne e le ene kgosi ya lona. “Mme jaana bonang kgosi e lo e itshenketseng, e lo e lopileng; bonang, Jehofa o lo tlhometse kgosi. E tlaa re fa lo boifa Jehofa, lo mo direla, lo reetsa lentswe la gagwe, lo sa tsuololele taolo ya ga Jehofa, fa lona le kgosi e e lo busang lo sala Jehofa Modimo wa lona morago, go tlaa nna molemo. Mme fa lo gana go reetsa lentswe la ga Jehofa, lo tsuololela taolo ya ga Jehofa, foo seatla sa Jehofa se tlaa tlhabana le lona, jaaka se tlhabana le borraa lona.

1 Samuel 12:19-20

Batho botlhe ba raya Samuele ba re: “Rapelela batlhanka ba gago mo go Jehofa Modimo wa gago, gore re se swe; gonne re okeditse maleo otlhe a rona ka bosula jo, jwa go lopa kgosi.” Samuele a raya batho a re: “Se boifeng; ruri lo dirile bosula jotlhe jo; le fa go ntse jalo, lo se ka lwa fapoga mo go saleng Jehofa morago; lo direleng Jehofa ka pelo yotlhe ya lona.

1 Samuel 12:25

Mme e tlaa re fa lo ntse lo ikepa lo tlaa nyelediwa, lona le kgosi ya lona.”

1 Samuel 13:8-14

A tlhola malatsi a supa, ka fa lobakeng lo lo laotsweng ke Samuele; mme Samuele a se ke a tla mo Gilegale, batho ba bo ba mo phatlalaletse. Saule a re: “Lereng kwano go nna tshupelo e e fisiwang, le ditshupelo tsa kagiso.” A isa tshupelo e e fisiwang. Ga dirala ya re a sena go fetsa go isa tshupelo e e fisiwang, bonang, Samuele a tla; mme Saule a tswa a ya go mo kgatlhantsha gore a mo dumedise. Samuele a re: “O dirile eng?” Saule a re: “Ke ka gonne ka bona fa batho ba mphatlalaletse, le gore, wena o sa tle ka malatsi a a kailweng, le gore gape, Bafilisitia ba phuthegela mmogo mo Mikemaša; ke gone ke buileng ka re: ‘Jaanong Bafilisitia ba tlaa ntshologela kwa Gilegale,’ mme ka bo ke ise ke rapele Jehofa ke lope tlhogonolofatso; ke gone ka moo ka ipatelela, ka isa tshupelo e e fisiwang.” Samuele a raya Saule a re: “O dirile boeleele; ga o a tshegetsa taolo ya ga Jehofa Modimo wa gago, e o e go laoletseng; ka gobo jaana Jehofa o ka bo a go tlhomamiseditse bogosi mo Iseraele ka bosakhutleng. Mme jaanong bogosi jwa gago ga bo ketla bo nnela ruri. Jehofa o itshenketse monna yo o ntseng ka fa pelong ya gagwe; e bile Jehofa o mo laoletse go nna kgosana ya batho ba gagwe, ka o ne o se ka wa tshegetsa se Jehofa o se go laoletseng.”

1 Samuel 15:22-23

Samuele a re: “A Jehofa o ka itumelela ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo, jaaka a itumelela go akela lentswe la ga Jehofa? Bona, go utlwa go molemo bogolo go go isa tshupelo, le go reetsa bogolo go mahura a diphelefu. Gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi, le logwadi lo tshwana le tirelo ya medimo ya disetwa le ya mereo. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.”

1 Samuel 15:24-26

Saule a raya Samuele a re: “Ke leofile; gonne ke tlodile taolo ya ga Jehofa, le mafoko a gago; gonne ke tshabile batho ka akela lentswe la bone. Jaana ka re, ke a go rapela, o intshwarele boleo jwa me, o bo o bowe le nna, gore ke ye go obamela Jehofa.” Mme Samuele a raya Saule a re: “Ga nketla ke boa nao; gonne o ganne lefoko la ga Jehofa, mme Jehofa o go ganne go tlhola o nna kgosi ya Iseraele.”

1 Samuel 16:13

Foo Samuele a tsaya lonaka lwa lookwane, a mo tlotsa mo gare ga bana ba ga rraagwe; mme mowa wa ga Jehofa wa tla mo go Dafite ka thata, go simolola ka tsatsi leo, le go ya kwa pele. Jalo Samuele a nanoga, a ya kwa Rama.

1 Samuel 24:5-8

Ga dirala ya re morago ga moo, pelo ya ga Dafite ya ikwatlhaya, ka a kgaotse lokoja lwa ga Saule. Mme a raya banna ba gagwe a re: “A go se tualo fa nka direla morena wa me selo se, e le motlodiwa wa ga Jehofa, ke ka mo ntshetsa letsogo la me, ka a le motlodiwa wa ga Jehofa.” Dafite a kganela banna ba gagwe ka mafoko a, a se ka a ba leseletsa go tsogela Saule. Saule a nanoga mo logageng, a tsamaya. Dafite le ene a nanoga morago ga moo, a tswa mo logageng, a tlhaeletsa kwa go Saule, a re: “Morena wa me, kgosi.” E rile Saule a gadima, Dafite a inamela fa fatshe ka sefatlhogo, a ikoba.

1 Samuel 24:20-22

Jaana, ke a itse fa ka mmaanete o tlaa nna kgosi, le gore bogosi jwa Iseraele bo tlaa nitamisiwa mo seatleng sa gago. Ke gone ka re, inkanele ka Jehofa, fa o se ketla o tlosa losika lwa me morago ga me, le go re ga o ketla o nyeletsa leina la me mo ntlong ya ga rre.” Mme Dafite a ikanela Saule. Saule a ya gae; Dafite le banna ba gagwe ba tlhatlogela kwa felong fa go thata.

1 Samuel 26:9-12

Mme Dafite a raya Abišai a re: “O se ka wa mo senya; gonne mang yo o ka ntshetsang motlodiwa wa ga Jehofa letsogo, mme a tlhoka go nna molato?” Dafite a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, Jehofa o tlaa mo itaya; gongwe letsatsi la gagwe la go swa le tlaa tla; gongwe o tlaa ya mo tlhabanong, mme a swe. A go se nne jalo fa nka ntshetsa motlodiwa wa ga Jehofa letsogo; jaana ke a go rapela, a ko o tseye lerumo le le fa tlhogong ya gagwe, le kurwana ya metsi, mme re tsamaye.” Dafite a tsaya lerumo le kurwana ya metsi fa tlhogong ya ga Saule; ba tsamaya, mme ope a se ka a kubuga, ka ba ne ba robetse botlhe; ka gobo boroko jo bogolo jo bo tswang mo go Jehofa bo no bo ba wetse.

2 Samuel 1:14-16

Dafite a mo raya a re: “Go ntse jang ka o se ka wa boifa go ntsha letsogo la gago wa bolaya motlodiwa wa ga Jehofa?” Dafite a bitsa lekau lengwe a re: “Mo atamele o mo wele.” Mme a mo itaya a swa. Dafita a mo raya a re: “A madi a gago a nne mo tlhogong ya gago; gonne molomo wa gago o supile ka ga gago, ka o re, O bolaile motlodiwa wa ga Jehofa.”

2 Samuel 2:4

Banna ba Juta ba tla ba tlotsa Dafite gone, gore a nne kgosi ya ba kgotla ya ga Juta. Ba bolelela Dafite ba re: “Banna ba Jabeše-gileate ke bone ba ba fitlhileng Saule.”

2 Samuel 7:12-17

E tlaa re malatsi a gago a sena go fela, o robala le borraeno, ke tlaa emisa wa losika lwa gago morago ga gago, yo o tlaa tswang mo mmeleng wa gago, mme ke tlaa tlhomamisa bogosi jwa gagwe. Ene o tlaa agela leina la me ntlo, mme ke tlaa tlhomamisa setulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng. Ke tlaa nna rraagwe, ene o tlaa nna morwaake; fa a dira boikepo, ke tlaa mmetsa ka thupa ya batho, le ka kgwathiso ya bana ba batho. Boutlwelo botlhoko jwa me ga bo ketla bo mo tlogela, jaaka ke bo tlositse mo go Saule yo ke mo tlositseng fa pele ga gago. Motse wa gago o tlaa tlhomamisiwa le bogosi jwa gago ka bosakhutleng fa pele ga gago; le setulo sa gago sa bogosi se tlaa tlhomamisiwa ka bosakhutleng.’ ” Nathane a bua le Dafite ka fa mafokong a otlhe le ka fa ponatshegelong e yotlhe fela.

2 Samuel 8:15

Dafite a busa Baiseraele botlhe; Dafite a direla batho botlhe ba gagwe katlholo le tshiamiso.

2 Samuel 23:3

Modimo wa Iseraele o rile, yo e leng Lefika la Iseraele o buile le nna; a re: Motho yo o busang batho ka tshiamo, yo o busang mo poifong ya Modimo,

1 Kings 1:23

Ba bolelela kgosi ba re: “Bona, Nathane moperofeti ke yo.” Ya re a sena go tsena fa pele ga kgosi, a inamisetsa sefatlhogo sa gagwe fa fatshe fa pele ga kgosi.

1 Kings 1:39-40

Satoke moperesiti a ntsha lonaka lwa lookwane mo Mogopeng, a tlotsa Solomone. Ba letsa lonaka; mme batho botlhe ba re: “A Modimo o boloke kgosi Solomone!” Batho botlhe ba tla ba mo setse morago, mme batho ba letsa diphare, ba itumela ka boitumelo jo bogolo, lefatshe la ba la tla la rata go fatoga ka modumo wa bone.

1 Kings 3:3-4

Solomone a rata Jehofa, a sepela mo melaong ya ga Dafite rraagwe; fa e se go re, o ne a isa ditlhabelo a ba a fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng. Kgosi ya ya kwa Gibeone go ya go isa ditlhabelo gone, gonne e ne e le gone felo fa go tlotlometseng mo gogolo; Solomone a isa ditshupelo tse di fisiwang di le sekete mo sebesong seo.

1 Kings 3:5-14

Ya re mo Gibeone Jehofa a iponatsa kwa go Solomone mo torong go le bosigo; Modimo wa re: “Lopa se ke tlaa se go nayang.” Solomone a re: “O diretse motlhanka wa gago rre Dafite, ka bopelonomi jo bogolo ka fa o ne a sepela fa pele ga gago ka gone mo boammaaruring, le mo tshiamong, le mo thokgamong ya pelo nao; o mmoloketse bopelonomi jo bogolo jo, jwa go re o mo neile ngwana wa mosimane go dula mo setulong sa gagwe sa bogosi, jaaka go ntse gompieno. Jaana Jehofa Modimo wa me, o dirile motlhanka wa gago kgosi mo boemong jwa ga Dafite rre; ke ngwanyana fela; ga ke itse go tswa le go tsena. Motlhanka wa gago o mo gare ga tšhaba ya gago e o e itshenketseng, tšhaba e kgolo, e e sa kakeng ya kwalwa le fa e le go balwa ka bontsi. Ke gone naya motlhanka wa gago pelo e e tlhaloganyang gore a tle a atlhole tšhaba ya gago, gore ke farologanye molemo le bosula: gonne e mang yo o nonofileng go atlhola tšhaba e ya gago e kgolo e?” Puo eo ya kgatlha Jehofa, ka Solomone a lopile selo seo. Modimo wa mo raya wa re: “E re ka o lopile selo se, mme wa se ka wa itopela botshelo jo boleele; le gone wa se ka wa itopela khumo, le gone wa se ka wa lopa loso lwa baba ba gago; mme wa itopela tlhaloganyo go farologanya katlholo; bona, ke dirile jaaka lefoko la gago; bona, ke go neile pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang; ga go ise go ko go nne ope yo o tshwanang nao pele ga gago, le kwa morago ga gago ga go ketla go tsoga ope yo o tshwanang nao. Le gone ke go neile se o se kang wa se lopa, e bong khumo le tlotlo, ga go ketla go dira le ope mo dikgosing yo o tlaa tshwanang nao ka malatsi otlhe a gago. Fa o sepela mo ditseleng tsa me, go nna o tshegetsa melao ya me le ditaolo tsa me, jaaka rraago Dafite a ne a sepela, foo ke tlaa lelefatsa malatsi a gago.”

1 Kings 8:22-23

Solomone a ema fa pele ga sebeso sa ga Jehofa mo ponong ya phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlololela mabogo a gagwe kwa legodimong. A re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele, ga go na Modimo ope o o tshwanang nao, kwa legodimong kwa godimo, le fa e le mo lefatsheng kwano tlase; yo o tshegeletsang batlhanka ba gago kgolagano le boutlwelobotlhoko, e bong ba ba sepelang fa pele ga gago ka pelo yotlhe ya bone;

1 Kings 10:23

Kgosi Solomone a gaisa dikgosi tsotlhe tsa lefatshe ka dikhumo le ka botlhale.

1 Kings 11:1-8

Jaana kgosi Solomone a rata basadi ba le bantsi ba ditšhaba tsa seeng, kwa ntle ga morwadia Faro, e le basadi ba Bamoabe, ba Baamone, ba Baetome, ba Basitone le ba Bahite. E le ba merafe e Jehofa o ne a bua ka ga yone le bana ba Iseraele, a re: “Lo se ka lwa ya mo go bone, le bone ba sa ka ba tla mo go lona; gonne ruri ba tlaa faposetsa dipelo tsa lona kwa medimong ya bone.” Solomone a ngaparela bone bao mo loratong. O ne a na le basadi ba le 700, bomorwadia dikgosi, le bagadingwana ba le 300; mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe. Gonne ga dirala e rile Solomone a sena go tsofala basadi ba gagwe ba faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e sele; pelo ya gagwe ya se ka ya nna boitekanelo mo go Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka pelo ya ga Dafite rraagwe e ne e ntse. Gonne Solomone a latela Ašetorethe modimo wa sesadi wa Basitone, le Milekome makgapha a Baamone. Solomone a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a se ka a sala Jehofa morago ka botlalo jaaka Dafite rraagwe a ne a dira. Foo Solomone a agela Kemose, makgapha a Bamoabe, felo fa go tlotlometseng mo thabaneng e e lebaganyeng le Jerusalema, le Moleke, makgapha a bana ba Amone, a mo agela jalo. Basadi ba gagwe ba seeng a ba direla jalo botlhe, ba ba fisetsang medimo ya bone maswalo, ba e isetsa ditlhabelo.

1 Kings 11:9-11

Jehofa a nna bogale le Solomone, ka pelo ya gagwe e fapogile Jehofa, Modimo wa Iseraele, yo o ne a mmonaletse gabedi, a mo laotse ka ga sone selo se, gore a se ka a latela medimo e sele; mme ga a ka a tshegetsa se Jehofa o se laotseng. Ka ntlha ya gone moo Jehofa a raya Solomone a re: “E re ka selo se se dirwa ke wena, mme wa se ka wa tshegetsa kgolagano ya me, le melao ya me, e ke e go laoletseng, ruri ke tlaa rutla bogosi mo go wena, ke bo naya motlhanka wa gago.

1 Kings 12:12-14

Jeroboame le batho botlhe ba tla kwa go Rehoboame ka letsatsi la boraro, jaaka kgosi e laotse ya re: “Lo tle kwano go nna gape ka letsatsi la boraro.” Kgosi ya fetola batho ka kgobololo, a latlha kgakololo ya bannabagolo e ba ne ba e mo neile; a bua ka fa kgakololong ya makau a re: “Rre o ne a ketefatsa jokwe ya lona, nna ke tlaa oketsa jokwe ya lona; rre o ne a lo simega ka dime, mme nna ke tlaa lo simega ka diphepheng.”

1 Kings 12:31-32

A dira matlo a mafelo a a tlotlometseng, a ba a dira baperesiti ba ba tsholwang mo bathong botlhe fela, ba e seng ba bomorwa Lefi. Jeroboame a laolela kgwedi ya bofera mebedi modiro ka letsatsi la 15 la kgwedi, ya nna o o tshwanang le modiro o o kwa Juta, ene a ya sebesong; a dira jalo kwa Bethele a isetsa dinamane tse o di dirileng ditlhabelo. A baya mo Bethele baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng a o a dirileng.

1 Kings 13:4-5

Ga dirala ya re kgosi e utlwa polelo ya motho wa Modimo, e o kuileng ka yone ka ga sebeso mo Bethele, Jeroboame a ntsha letsogo, a le fa sebesong, a re: “Mo tshwareng!” Mme letsogo la gagwe le o le mo ntsheditseng la omelela, a ba a retelelwa ke go ba a le gona. Sebeso le sone sa phatloga, le melora ya tshologa mo sebesong, ka fa sesupong se motho wa Modimo o ne a se kaile ka lefoko la ga Jehofa.

1 Kings 13:33-34

Morago ga selo se Jeroboame ga a ka a boa mo tseleng ya gagwe e e bosula, mme a ba a dira gape baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng ba ba tsewang mo bathong botlhe fela; yo o ratang fela a mo tshwae, gore ba tle go nna baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng. Selo se sa nna boleo mo ntlong ya ga Jeroboame, sa ba sa e kgaola, sa e senya ya nyelela mo lefatsheng.

1 Kings 14:9-10

mme o dirile bosula bogolo go botlhe ba ba neng ba le pele ga gago, wa ya wa itirela medimo e sele le ditshwantsho tse di thetsweng, go ntlhotlheletsa bogaleng, o ntatlhetse ka kwa morago ga gago. Ke gone ka moo ke tlaa tsosetsang ntlo ya ga Jeroboame bosula, ke tlaa kgaola mo go Jeroboame ngwana mongwe le mongwe wa mosimane, ene yo o tswaletsweng, le yo o itsamaelang fela mo go Baiseraele; ntlo ya ga Jeroboame ke tlaa e feelela ruri koo, jaaka motho a tla a feelele motshotelo koo, go tsamaya o fela otlhe.

1 Kings 14:16

O tlaa tlhoboga Baiseraele ka ntlha ya maleo a ga Jeroboame, a o a leofileng, le a o leofisitseng Baiseraele ka one.”

1 Kings 15:1-3

Jaana e rile ka ngwaga wa 18 wa kgosi Jeroboame morwa Nebate, Abijame a simolola go busa mo Juta. A busa ka dinyaga di le tharo mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Maaka morwadia Abišalome. A sepela mo maleong otlhe a rraagwe o ne a a dirile pele ga gagwe; pelo ya gagwe e sa itekanelana le Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka pelo ya ga Dafite rraagwe.

1 Kings 15:11-14

Asa a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka Dafite rraagwe a ne a dira. A tlosa Basotoma mo lefatsheng, a ba a tlosa medimo yotlhe ya disetwa e borraagwe ba ne ba e dirile. Le ene Maaka mmaagwe a mo tlosa mo bohumagading, ka gonne a diretse Modimako setshwantsho se se maswe thata; Asa a rema setshwantsho sa gagwe a se fisa fa molatswaneng wa Kiterone. Mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; mme le fa go ntse jalo pelo ya ga Asa e ne e itekanelanye le Jehofa ka metlha yotlhe ya gagwe.

1 Kings 15:25-26

Natabe morwa Jeroboame a simolola go busa Baiseraele ka ngwaga wa bobedi wa ga Asa kgosi ya Juta, a busa Baiseraele ka dinyaga di le pedi. A dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, a sepela mo tseleng ya ga rraagwe, le mo boleong jwa gagwe jo o ne a leofisa Baiseraele ka jone.

1 Kings 15:30

Ka ntlha ya maleo a ga Jeroboame a o ne a a leofa, le a o ne a leofisa Baiseraele ka one; ka ntlha ya tlhotlheletso ya gagwe e o ne a tlhotlheletsa Jehofa, Modimo wa Iseraele mo bogaleng ka yone.

1 Kings 15:33-34

E rile ka ngwaga wa boraro wa ga Asa kgosi ya Juta, Baaša morwa Ahija a simolola go busa Baiseraele botlhe mo Tiresa, mme a busa ka dinyaga di le 24. A dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, a sepela mo tseleng ya ga Jeroboame, le mo boleong jwa gagwe jo o ne a leofisa Iseraele ka jone.

1 Kings 16:4

Wa ga Baaša yo o swelang mo motseng dintša di tlaa mo ja; le wa gagwe yo o swelang kwa nageng dinonyane tsa loapi di tlaa mo ja.”

1 Kings 16:7

Gape lefoko la ga Jehofa ka ga Baaša le ka ga ntlo ya gagwe, la tla ka Jehu moperofeti morwa Hanani, ka ntlha ya bosula jotlhe jo o bo dirileng mo matlhong a ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng ka ditiro tsa diatla tsa gagwe, ka go tshwana le ntlo ya ga Jeroboame, le ka gonne o ne a mo senya.

1 Kings 16:12-13

Simeri a senya jalo ba ntlo ya ga Baaša, ka fa lefokong la ga Jehofa, le o ne a le bua ka ga Baaša ka Jehu moperofeti, ka ntlha ya maleo otlhe a ga Baaša le maleo a ga Ela morwawe, a ba ne ba a leofile, le a ba ne ba leofisitse Baiseraele ka one, go tlhotlheletsa Jehofa, Modimo wa Iseraele, mo bogaleng ka maithamako a bone.

1 Kings 16:18-19

Ga dirala ya re Simeri a bona fa motse o gapilwe, a tsena mo kagong e e thata ya ntlo ya kgosi, a iphisetsa ntlo ya kgosi mo godimo ga gagwe, mme a swa, ka maleo a o ne a leofa ka one ka go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ka go sepela mo tseleng ya ga Jeroboame, le mo boleong jwa gagwe jo o ne a bo dira, go leofisa Baiseraele.

1 Kings 16:25-26

Omeri a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, a dira ka boikepo go feta botlhe ba ba kileng ba ne ba le pele ga gagwe. Gonne a sepela mo tseleng yotlhe ya ga Jeroboame morwa Nebate, le mo maleong a gagwe a o ne a leofisa Baiseraele ka one, go tlhotlheletsa Jehofa, Modimo wa Iseraele, mo bogaleng ka maithamako a bone.

1 Kings 16:30-33

Ahabe morwa Omeri a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, bogolo go botlhe ba ba kileng ba ne ba le pele ga gagwe. Ga dirala, ekete e ne e le sengwe se se sennyennyane mo go ene fa a sepela mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a ba a nyala Jesebele morwadia Ethebale kgosi ya Basitone, a ba a ya a direla Baale, a mo obamela. A agela Baale sebeso mo ntlong ya ga Baale e o ne a e agile mo Samaria. Ahabe a dira Medimako; Ahabe a fela a dira bogolo go dikgosi tsotlhe tsa Iseraele tse di kileng tsa nna pele ga gagwe go tlhotlheletsa Jehofa, Modimo wa Iseraele, mo bogaleng.

1 Kings 18:4

gonne ga nna jaana, e rile Jesebele a bolaya baperofeti ba ga Jehofa, Obadia a tsaya baperofeti ba le lekgolo, a ba fitlha mo logageng ka bo 50, mme a ba otla ka dijo le metsi.)

1 Kings 18:17-19

Ga dirala ya re Ahabe a bona Elija, Ahabe a mo raya a re: “A ke wena, wena motshwenyi wa Baiseraele?” A mo fetola a re: “Ga ke a tshwenya Baiseraele; fa e se wena, le ba ntlo ya gago, ka lo latlhile ditaolo tsa ga Jehofa, mme lo setse boBaale morago. Ke gone jaana roma, o phuthele Baiseraele botlhe kwa thabeng ya Karemele, le baperofeti ba ga Baale ba ba 450, le baperofeti ba Modimako ba ba 400, ba ba jelang fa lomating lwa bojelo lwa ga Jesebele.”

1 Kings 19:1-2

Ahabe a bolelela Jesebele gotlhe mo Elija o go dirileng, le jaaka a bolaile baperofeti botlhe ka tšhaka. Foo Jesebele a roma motho kwa go Elija, a re: “A medimo e ntirele jalo, e be e go fetise fa e tlaa re ka moso go re jaana, ke bo ke sa dire botshelo jwa gago bo etsa botshelo jwa mongwe wa bone.”

1 Kings 21:17-24

Lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Elija wa Motišebe la re: “Nanoga, o ye go kgatlhantsha Ahabe kgosi ya Iseraele, yo o agileng mo Samaria; bona, o mo tshimong ya mafine ya ga Nabothe, kwa o ileng gone a ya go e tsaya. O bue nae o re: ‘Jehofa o bua jaana a re: A o bolaile, mme o bile o ruile?’ O bo o bue nae, o re: ‘Jehofa a re: Mo felong fa dintša di latswitseng madi a ga Nabothe gone, dintša di tlaa latswa madi a gago gone, a e leng a gago tota.’ ” Ahabe a raya Elija a re: “A o mponye wena mmaba wa me?” A mo fetola a re: “Ke go bonye; gonne o ithekisitse go tla o dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Bona, ke tlaa lere bosula mo go wena, ke tlaa go feelela ruri, ke tlaa tlosetsa Ahabe ngwana mongwe le mongwe wa mosimane, le ene yo o tswaletsweng, le ene yo o itsamaelang fela mo Iseraele; ke tlaa dira ntlo ya gago e nna jaaka ntlo ya ga Jeroboame morwa Nebate, le jaaka ntlo ya ga Baaša morwa Ahija, ka ntlha ya kgakatso e o nkgakaleditseng mo bogaleng ka yone, mme o bile o leofisitse Baiseraele. Jehofa a bua le ka ga Jesebele, a re: ‘Dintša di tlaa jela Jesebele fa lorakong lwa Jesereele.’ Wa ga Ahabe yo o swelang mo motseng dintša di tlaa mo ja; yo o swelang kwa nageng dinonyane tsa loapi di tlaa mo ja.”

1 Kings 21:25-29

Go ne go se na ope yo o tshwanang le Ahabe, yo o ne a ithekisa go tla a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, yo Jesebele mosadi wa gagwe o ne a mo tlhotlheletsa. Mme a dira mo go makgapha thata ka go ineela medimo ya disetwa, ka fa go tsotlhe tse Baamore ba ne ba di dira, ba Jehofa o ne a ba lelekela koo fa pele ga bana ba Iseraele. Ga dirala ya re Ahabe a utlwa mafoko ao, a ikgagola diaparo, a apara letsela la kgetse mo mmeleng wa gagwe, a ikitsa go ja, a ba a rapama a le mo letseleng la kgetse, mme a tsamaya ka nyanyaelo. Mme lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Elija wa Motišebe la re: “A o a bona jaaka Ahabe a ikokobetsa fa pele ga me? E re ka a ikokobetsa fa pele ga me, ga nketla ke lere bosula jo mo motlheng wa gagwe; mme mo motlheng wa ga morwawe ke tlaa lere bosula jo mo ntlong ya gagwe.”

1 Kings 22:38-39

Ba tlhatswa kara fa lekadibeng la Samaria; mme dintša tsa tlhabuketsa madi a gagwe; (aitse basadi ba diaka ba ne ba tle ba itlhapise gone); jaaka lefoko la ga Jehofa le o kileng a le bua. Ditiro tse dingwe tsa ga Ahabe, le tsotlhe tse o ne a di dira, le ntlo ya naka tsa tlou e o ne a e aga, le metse yotlhe e o ne a e aga, a ga go a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?

1 Kings 22:43-44

A sepela mo tseleng yotlhe ya ga Asa rraagwe; ga a ka a fapoga mo go yone, a ntse a dira se se molemo mo matlhong a ga Jehofa, le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng a se ka a tlosiwa; batho ba nna ba isa ditlhabelo ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng. Jehošafate a dira kagiso le kgosi ya Iseraele.

1 Kings 22:51-53

Ahasia morwa Ahabe a simolola go busa Baiseraele mo Samaria ka ngwaga wa lesome le bosupa wa ga Jehošafate kgosi ya Juta, a busa Baiseraele ka dinyaga di le pedi. Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a sepela mo tseleng ya ga rraagwe, le mo tseleng ya ga Jeroboame morwa Nebate, yo o ne a leofisa Baiseraele. A direla Baale, a mo obamela, mme a tlhotlheletsa Jehofa Modimo wa Iseraele mo bogaleng, jaaka tsotlhe tse rraagwe o kileng a di dira.

2 Kings 1:16-17

A mo raya a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘E re ka o romile batho ba ya go botsa mo go Baalesebube modimo wa Ekerone, a ke ka gobo go se na Modimo mo Iseraele o go ka bodiwang lefoko la one? Ka ntlha ya gone moo, ga o ketla o fologa mo bolaong jo o palameng mo go jone, mme o tlaa swa ruri.’ ” Jalo a swa jaaka lefoko la ga Jehofa le Elija o ne a le buile. Jehorame a simolola go busa mo boemong jwa gagwe, ka ngwaga wa bobedi wa ga Jehorame morwa Jehošafate; gonne o ne a se na ngwana wa mosimane.

2 Kings 3:1-3

Jaana Jorame morwa Ahabe a simolola go busa Baiseraele mo Samaria ka ngwaga wa 18 wa ga Jehošafate kgosi ya Juta, a busa ka dinyaga di le 12. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; e seng jaaka rraagwe le jaaka mmaagwe; gonne o ne a tlosa lentswe le le emeng motloutlo la ga Baale, le rraagwe o ne a le dirile. Le fa go ntse jalo a ngaparela maleo a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a loefisa Baiseraele ka one; ga a ka a fapoga mo go one.

2 Kings 8:16-18

E rile ka ngwaga wa botlhano wa ga Jorame morwa Ahabe, kgosi ya Iseraele, Jehošafate e le kgosi ya Juta mo lobakeng loo, Jorame morwa Jehošafate kgosi ya Juta a simolola go busa. E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 32; mme a busa ka dinyaga tse di 8 mo Jerusalema. A sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, jaaka go dirile ba ntlo ya ga Ahabe, gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa.

2 Kings 8:26-27

Ahasia o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 22; mme a busa ka ngwaga o le mongwe fela mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia, morwadia Omeri, kgosi ya Iseraele. Mme a sepela mo tseleng ya ba ntlo ya ga Ahabe, a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka go dirile ba ntlo ya ga Ahabe; gonne e le mongwe wa ntlo ya ga Ahabe.

2 Kings 9:5-8

Ya re a fitlha, bonang, balaodi ba ntwa ba bo ba dutse; mme a re: “Ke na le taetso kwa go wena, wena molaodi.” Jehu a re: “O raya ofe wa rona, rotlhe?” Mme a re: “Ke wena, wena molaodi.” Mme a ema, a ya mo ntlong; mme a thela lookwane mo tlhogong ya gagwe, a mo raya a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke go tloditse, gore o nne kgosi ya batho ba ga Jehofa, e bong ya Baiseraele. O kgemethe ba ntlo ya ga Ahabe mong wa gago, gore ke tle ke lefetse madi a baperofeti batlhanka ba me, le madi a batlhanka botlhe ba ga Jehofa, a a tsholotsweng ke Jesebele. Gonne ba ntlo ya ga Ahabe ba tlaa nyelela botlhe fela; mme ke tlaa tlosetsa Ahabe ngwana mongwe le mongwe wa mosimane, yo o tswaletsweng, le yo o itsamaelang fela mo Iseraele.

2 Kings 9:30-37

E rile Jehu a tla mo Jesereele, Jesebele a go utlwela; mme a itshasa mmala mo matlhong, a ikgabisa mo tlhogong, mme a ntsha tlhogo ka fa fensetereng. E rile Jehu a tsena ka kgoro, Jesebele a re: “A go kagiso, wena Simeri mmolai wa mong wa gago?” Jehu a tsholetsa tlhogo a leba kwa fensetereng, mme a re: “Mang yo o ntlheng ya me? E mang?” Mme baopafadiwi ba le babedi kgotsa ba le bararo, ba ntsha ditlhogo ba mo okomela. Mme a re: “Mo latlheleng fa fatshe.” Jalo ba mo latlhela fa fatshe; mme madi mangwe a gagwe a gasegela mo lomoteng le mo dipitseng; a mo gatakela fa fatshe. O rile a sena go tsena, a ja a nwa; a re: “Senkang mosadi yo o hutsegileng yole, lo mo fitlhe, gonne ke morwadia kgosi.” Mme ba ya go mo fitlha; mme ba se ka ba fitlhela sepe sa gagwe fa e se logata fela, le dinao, le diatla tsa gagwe. Ka ntlha ya moo ba boa, ba tla go mmolelela. Mme a re: “Ke lone lefoko la ga Jehofa, le o kileng a le bua ka motlhanka wa gagwe Elija wa Motišebe, a re: ‘Mo sebatseng sa Jesereele dintša di tlaa jela nama ya ga Jesebele gone; mme setoto sa ga Jesebele se tlaa nna jaaka letshotelo mo lotlhagareng, mo sebateng sa Jesereele; jalo ga go ketla go twe: Yo ke ene Jesebele.’ ”

2 Kings 10:18-24

Jehu a phutha batho botlhe, a ba raya a re: “Ahabe o ne a direla Baale go le gobotlana; mme Jehu o tlaa mo direla go le gotona. Jaana lo mpiletse baperofeti botlhe ba ga Baale; le baobamedi botlhe ba gagwe, le baperesiti botlhe ba gagwe, le baperesiti botlhe ba gagwe; a go se tlhokafale ope; gonne ke na le tlhabelo e kgolo e ke e direlang Baale; le fa e le mang yo o tlaa tlhokafalang, ga a ketla a tshela.” Jehu a go dira ka botlhale, e le ka boikaelelo jwa gore a tle a phimole baobamedi ba ga Baale. Jehu a re: “Itshepisetseng Baale phutego e e masisi.” Mme ba e opela mokgosi. Jehu a roma mo lefatsheng lotlhe la Iseraele; mme baobamedi botlhe ba ga Baale ba tla, ga ba ga se ka ga sala monna ope yo o se kang a tla. Ba tla mo ntlong ya ga Baale; mme ntlo ya ga Baale ya tlala go tswa ntlheng nngwe go ya ntlheng e nngwe. A raya ene yo o lebeletseng ntlo ya diaparo a re: “Ntshetsa baobamedi botlhe ba ga Baale diaparo.” Mme a ba ntshetsa diaparo. Jehu a ya le Jehonatabe morwa Rekabe mo ntlong ya ga Baale; a raya baobamedi ba ga Baale a re: “Lo kheleise, mme lo bone gore go se ka ga nna le ope wa batlhanka ba ga Jehofa mono, fa e se baobamedi ba ga Baale fela.” Mme ba tsena ba ya go isa ditlhabelo le ditshupelo tse di fisiwang. Jehu o ne a itaeletsa banna ba le 80 ka fa ntle, a re: “Fa mongwe wa banna ba ke ba tsenyang mo seatleng sa lona a ka falola, yo o mo lesitseng, botshelo jwa gagwe bo tlaa ema boemong jwa yoo.”

2 Kings 10:27

Ba rutlolola setshwantsho se se thokgameng sa ga Baale, ba ba ba rutlolola ntlo ya ga Baale, ba e dira ntlo ya boithomelo fela, nako e sa le eno.

2 Kings 10:31

Mme Jehu a se ka a ela tlhoko go sepela mo molaong wa ga Jehofa Modimo wa Iseraele ka pelo yotlhe ya gagwe. Ga a ka a fapoga maleo a ga Jeroboame a o ne a leofisa Iseraele ka one.

2 Kings 11:14

a leba, mme bonang, kgosi ya bo e eme fa lekotwaneng jaaka mokgwa, le balaodi ba le fa kgosing le dinaka; mme batho botlhe ba lefatshe ba itumela, ba letsa dinaka tse di lediwang. Foo Athalia a ikgagola diaparo, a goa a re: “Selo se mooko! Selo se mook se!”

2 Kings 12:2-3

Joaše a dira se se molemo mo matlhong a ga Jehofa ka metlha yotlhe ya gagwe e Joiata o ne a ntse a mo ruta ka yone. Le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa tlhabelo ba fisa maswalo mo mafelong a tlotlometseng.

2 Kings 13:1-2

E rile ka ngwaga wa 23 wa ga Joaše morwa Ahasia kgosi ya Juta, Jehoahase morwa Jehu a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, a busa ka dinyaga di le 17. Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a ineela mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one; ga a ka a fapoga mo go one.

2 Kings 13:10-11

E rile ka ngwaga wa 37 wa ga Joaše kgosi ya Juta, Joaše morwa Jehoahase a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le 16. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong otlhe a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one; a sepela fela mo go one.

2 Kings 14:1-4

E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Joaše morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele, Amasia morwa Joaše kgosi ya Juta a simolola go busa. O rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25. A busa ka dinyaga di le 29 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jehoadine wa Jerusalema. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa; le fa go ntse jalo e seng jaaka Dafite rraagwe; a dira jaaka tsotlhe tse Joaše rraagwe o ne a di dirile. Le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng.

2 Kings 14:23-24

E rile ka ngwaga wa 15 wa ga Amasia morwa Joaše kgosi ya Juta, Jeroboame morwa Joaše kgosi ya Iseraele a simolola go busa mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le 41. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa. Ga a ka a fapoga mo maleong otlhe a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.

2 Kings 15:1-5

E rile ka ngwaga wa 27 wa ga Jeroboame kgosi ya Iseraele, Asaria morwa Amasia kgosi ya Juta a simolola go busa. O rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 16; mme a busa ka dinyaga di le 52 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Jekolia wa Jerusalema. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Amasia rraagwe o ne a di dirile. Mme le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng. Mme Jehofa a itaya kgosi, a ba a tla a nna molepero go ya tsatsing la loso lwa gagwe, mme a nna mo ntlong e e kwa thoko. Jothame morwa kgosi ya nna ene molaodi wa ntlo, a atlhola batho ba lefatshe.

2 Kings 15:8-9

E rile ka ngwaga wa 38 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Sekaria morwa Jeroboame a busa Baiseraele mo Samaria ka dikgwedi di le thataro. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka borraagwe ba ne ba dirile; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.

2 Kings 15:13-14

Shalume morwa Jabeše a simolola go busa ka ngwaga wa 39 wa ga Usia kgosi ya Juta; a busa ka sebaka sa kgwedi e le nngwe fela mo Samaria. Menaheme, morwa Gadi, a tswa kwa Tiresa, a tla mo Samaria, a itaya Shalume morwa Jabeše mo Samaria, a mmolaya, mme a busa mo boemong jwa gagwe.

2 Kings 15:17-18

E rile ka ngwaga wa 31 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Menaheme morwa Gadi a simolola go busa Baiseraele, a busa ka dinyaga di le some mo Samaria. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; mme ka metlha yotlhe ya gagwe ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one.

2 Kings 15:23-24

E rile ka ngwaga wa 50 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Pekahia morwa Menaheme a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le pedi. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one.

2 Kings 15:27-28

E rile ka ngwaga wa 52 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Peka morwa Remalia a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, a busa ka dinyaga di le 20. Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.

2 Kings 15:32-35

E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele, Jothame morwa Usia kgosi ya Juta a simolola go busa. E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Jeruše morwadia Satoke. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa; a dira jaaka tsotlhe tse Usia rraagwe o ne a di dirile. Mme le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng. Ke ene yo o ne a swafatsa kgoro e e ka fa godimo ya ntlo ya ga Jehofa.

2 Kings 16:1-4

E rile ka ngwaga wa 17 wa ga Peka morwa Remalia, Ahase morwa Jothame kgosi ya Juta a simolola go busa. E rile Ahase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 20; mme a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema; ga a ka a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka Dafite rraagwe. Mme a sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, ee, a ba a ralatsa morwawe molelo ka fa mekgweng e e makgapha ya baditšhaba, ba Jehofa o kileng a ba kgorometsa fa pele ga bone Baiseraele. O ne a tle a ise ditlhabelo a fise maswalo mo mafelong a a tlotlometseng, le mo godimo ga dithaba, le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.

2 Kings 17:1-2

E rile ka ngwaga wa 12 wa ga Ahase kgosi ya Juta, Hošea morwa Ela a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di 8. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; le fa go ntse jalo e seng jaaka dikgosi tsa Iseraele tse di neng di le pele ga gagwe.

2 Kings 18:1-6

Jaana ga dirala e rile ka ngwaga wa boraro wa ga Hošea morwa Ela kgosi ya Iseraele, Hesekia morwa Ahase kgosi ya Juta a simolola go busa. E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; mme a busa ka dinyaga di le 29 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Abi morwadia Sekaria. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Dafite rraagwe o kileng a di dira. A tlosa mafelo a a tlotlometseng, a thuba maje a a metloutlo, a rema Modimako, a thubaganya noga ya kgotlho e Moše o kileng a e dira; gonne bana ba Iseraele ba ne ba ntse ba tle ba e fisetse maswalo go tla go fitlha mo metlheng eo; ya rewa leina ga twe, Nehušetane. O ne a ikanya Jehofa Modimo wa Iseraele; mme morago ga gagwe ga se ka ga nna le ope yo o tshwanang nae mo dikgosing tsotlhe tsa Juta, le fa e le mo go ba ba neng ba le pele ga gagwe. Gonne a ngaparela Jehofa, ga a ka a kgaogana le go mo sala morago, a tshegetsa ditaolo tsa gagwe tse Jehofa o ne a di laoletse Moše.

2 Kings 18:14-16

Hesekia kgosi ya Juta a roma kwa kgosing ya Asiria kwa Lakiše a re: “Ke dirile molato; mpoela; se o se mpelesang ke tlaa se belega.” Kgosi ya Asiria ya laola gore Hesekia kgosi ya Juta a lefe ka dikilokerame tsa selefera di le 10 000, le dikilokerame tsa gouta di le 1 000. Mme Hesekia a mo naya selefera sotlhe se se fitlhelwang mo ntlong ya ga Jehofa le mo dikhumong tsa ntlo ya kgosi. E rile ka lobaka loo, Hesekia a kgaola gouta mo ditswalong tsa tempele ya ga Jehofa, le mo maotwaneng a Hesekia kgosi ya Juta o ne a di manegile, a e naya kgosi ya Asiria.

2 Kings 20:13-17

Mme Hesekia a ba reetsa, a ba supetsa ntlo yotlhe ya dilo tsa gagwe tse di tlhokegang: selefera, gouta, ditswaiso, lookwane lo lo tlhokegang, ntlo ya dibolao tsa gagwe, le tsotlhe tse di bonyweng mo dikhumong tsa gagwe; go ne go se na sepe mo ntlong ya gagwe, le mo bogosing jotlhe jwa gagwe, se Hesekia, o se kang a se ba supetsa. Foo ga tla Isaia moperofeti kwa go kgosi Hesekia, a mo raya a re: “Banna bao ba rileng? Ba tsile mo go wena ba tswa kae?” Hesekia a re: “Ba tswa lefatsheng le le kgakala, e bong kwa Babilone.” A re: “Ba bonye eng mo ntlong ya gago?” Hesekia a mo fetola a re: “Tsotlhe tse di mo ntlong ya me ba di bonye; ga go na sepe mo dikhumong tsa me se ke sa se ba supetsang.” Isaia a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la ga Jehofa. Bona, motlha o e tla, mogang dilo tsotlhe tse di mo ntlong ya gago, le tse borraago ba di beileng mo polokelong le gompieno, di tlaa isiwang kwa Babilone; ga go ketla go sala sepe, go bua Jehofa.

2 Kings 21:1-7

E rile Manase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 12; mme a busa ka dinyaga di le 55 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne ele Hefesiba. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, ka fa go tse di makgapha tsa ba ditšhaba ba Jehofa o ne a ba kgorometsa fa pele ga bana ba Iseraele. Gonne o ne a ba a aga mafelo a a tlotlometseng a Hesekia rraagwe o ne a a sentse; a agela Baale dibeso, a ba a dira Modimako, jaaka Ahabe kgosi ya Iseraele a kile a dira, a obamela bontsi jotlhe jwa legodimo, a bo direla. A aga dibeso mo ntlong ya ga Jehofa, e Jehofa o ne a bua ka ga yone, a re: “Ke tlaa baya leina la me mo Jerusalema.” A agela bontsi jwa legodimo dibeso mo malwapeng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa. A ralatsa morwawe molelo, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira le bone ba ba buang le badimo, le ba ba loang; a dira bosula bo le bogolo mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng. Setshwantsho se se setilweng sa Modimako se o ne a se dirile, a se tlhoma mo ntlong e Jehofa o kileng a bua ka ga yone le Dafite le Solomone morwawe a re: “Mo ntlong e, le mo Jerusalema, o ke o itshenketseng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, ke tlaa baya leina la me gone ka bosakhutleng;

2 Kings 21:16

Gape Manase a tsholola madi a batho a a se nang molato a le magolo thata, a ba a tla a tlatsa Jerusalema ka one, go tswa ntlheng nngwe le go ya e nngwe; kwa ntle ga boleo jo o ne a leofisa Bajuta ka jone, ka go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa.

2 Kings 21:19-22

E rile Amone a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 20; mme a busa ka dinyaga di le pedi mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Mešulemethe morwadia Haruse wa Joteba. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa jaaka Manase rraagwe a ne a dira. A sepela mo tseleng yotlhe e rraagwe o ne a sepela mo go yone, a ba a direla medimo ya disetwa e rraagwe o ne a e direla, a e obamela; a latlha Jehofa Modimo wa borraagwe, a se ka a sepela mo tseleng ya ga Jehofa.

2 Kings 22:1-2

E rile Josia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 8; a busa ka dinyaga di le 31 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Jetita morwadia Ataia wa Bosekathe. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, a sepela mo tseleng yotlhe ya ga Dafite rraagwe, a se ka a fapogela ka fa ntlheng ya le legolo kgotsa ya la molema.

2 Kings 22:8-13

Hilekia moperesiti yo mogolo a raya Shafane mokwaledi a re: “Ke bonye lokwalo lwa molao mo ntlong ya ga Jehofa.” Hilekia a neela Shafane lokwalo, a lo bala. Shafane mokwaledi a ya kwa kgosing, a busetsa phetolo kwa kgosing, a re: “Batlhanka ba gago ba phuthile madi a a fitlhetsweng mo ntlong, ba a tsentse mo seatleng sa badiri ba ba lebelang ntlo ya ga Jehofa.” Shafane mokwaledi a bolelela kgosi a re: “Hilekia moperesiti o nneetse lokwalo.” Mme Shafane mokwaledi a lo bala fa pele ga kgosi. Ga dirala, e rile kgosi e sena go utlwa mafoko a lokwalo lwa molao, a ikgagola diaparo. Kgosi ya laola Hilekia moperesiti, le Ahikame morwa Shafane, le Akebore morwa Mikaia, le Shafane mokwaledi, le Asaia motlhanka wa kgosi, ya re: “Yang lo botse mo go Jehofa, lo boletse nna le batho, le Bajuta botlhe ka ga mafoko a lokwalo lo lo bonyweng; gonne bogale jwa ga Jehofa jo bo re tuketseng bo bogolo, ka borraetsho ba se ka ba reetsa mafoko a lokwalo lo, go dira jaaka tsotlhe tse di kwadilweng ka ga rona.”

2 Kings 23:12-14

Dibeso tse di neng di le mo godimo ga ditlhomeso tsa ntlwana e e fa godimo ya ga Ahase, tse dikgosi tsa Juta di di dirileng, le dibeso tse Manase o ne a di dirile mo malwapeng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa, kgosi ya di thubaka, a di gosometsa gone, a latlhela lorole lwa tsone mo molatswaneng wa Kiterone. Mafelo a a tlotlometseng a a fa pele ga Jerusalema, a a ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga thabana ya sebodu, a Solomone kgosi ya Iseraele o ne a a agetse Ašetorethe e le se se makgapha sa Basitone, le Kemoše e le se se makgapha sa Bamoabe, le Melikome, e le se se makgapha sa bana ba Amone, kgosi ya di itshekolola. A thubaganya maje a a metloutlo, a rema Medimako, mme a tlatsa maemo a dilo tseo ka marapo a baswi.

2 Kings 23:24-26

Gape Josia a tlosa le bone ba ba buang le badimo, le baloi, le mereo, le medimo ya disetwa, le tse di makgapha tsotlhe tse di fitlhetsweng mo lefatsheng la Juta le mo Jerusalema, gore a tlhomamise mafoko a molao a a kwadilweng mo lokwalong lo Hilekia moperesiti o lo bonyeng mo ntlong ya ga Jehofa. Pele ga gagwe go ne go se na kgosi epe e e tshwanang nae, e e neng ya sokologela mo go Jehofa ka pelo yotlhe ya yone le ka mowa otlhe wa yone, ka fa molaong otlhe wa ga Moše; le fa e le morago ga gagwe ga se ka ga tsoga ope yo o tshwanang nae. Le fa go ntse jalo, Jehofa o na a se ka a boa mo phisong ya bogale jo bogolo jwa gagwe, e bogale jwa gagwe bo ne bo tukela Bajuta ka yone, ka ntlha ya dithumolo tsotlhe tse Manase o ne a mo rumola ka tsone.

2 Kings 23:31-32

E rile Jehoahase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 23; mme a busa ka dikgwedi di le tharo mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale morwadia Jeremia wa Libena. Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse borraagwe ba ne ba di dira.

2 Kings 23:36-37

E rile Jehoiakime a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; a busa ka dinyaga di le 11 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Sebita morwadia Petaia wa Ruma. Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse borraagwe ba ne ba di dira.

2 Kings 24:8-9

E rile Jehoiakine a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 18; mme a busa ka dikgwedi di le tharo mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Nehušete morwadia Elenathane wa Jerusalema. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse rraagwe o ne a di dira.

2 Kings 24:13-16

Ya ntsha gone dikhumo tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa, le dikhumo tsa ntlo ya kgosi, ya kgaolakgaola dilwana tsotlhe tsa gouta tse Solomone kgosi ya Iseraele o kileng a di dira mo tempeleng ya ga Jehofa, jaaka Jehofa a buile. A tlosa ba Jerusalema botlhe, le dikgosana tsotlhe, le diganka tsotlhe tse di pelokgale, le ditshwarwa di le 10 000, le botlhe baitse ba ditiro, le bathudi; ga go a ka ga sala ope fa e se bahumanegi fela ba batho ba lefatshe. A isa Jehoiakine kwa Babilone, le mma kgosi, le basadi ba kgosi, le baopafadiwi ba yone, le batho ba batona ba lefatshe, a ba isa botshwarong kwa Babilone, a ba tlosa mo Jerusalema. Le banna botlhe ba ba dinatla ba le 7 000, le baitse ba ditiro, le bathudi ba le 1 000, botlhe e le ba ba thata, le ba ba tshwanetseng ntwa, kgosi ya Babilone ya ba isa le bone kwa Babilone e le ditshwarwa fela.

2 Kings 24:18-20

E rile Setekia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 21; mme a busa ka dinyaga di le 11 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale morwadia Jeremia wa Libena. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Jehoiakime a ne a di dira. Gonne ya re ka ntlha ya bogale jwa ga Jehofa ga dirala jalo mo Jerusalema le mo Juta, ga tsamaya a ba latlha ba tswa mo ponong ya gagwe; mme Setekia a tsuololela kgosi ya Babilone.

2 Kings 25:6-7

Foo ba tshwara kgosi, ba e isa kwa kgosing ya Babilone kwa Ribela; mme ba atlhola ka ga gagwe. Ba bolaya bomorwa Setekia fa pele ga matlho a gagwe, ba gonya matlho a ga Setekia ba mo golega ka diketane ba mo isa kwa Babilone.

1 Chronicles 10:13-14

Jalo Saule a swela tlolo ya gagwe e o kileng a e direla Jehofa, ka ntlha ya lefoko la ga Jehofa le o se kang a le tshegetsa; le ka gonne o ne a lopa kgakololo mo go mongwe yo o buang le badimo, gore a tle a botse ka gone. A se ka a botsa mo go Jehofa; ke gone ka moo a mmolaya, mme a sokololela bogosi kwa go Dafite morwa Jese.

1 Chronicles 11:1-2

Foo Baiseraele botlhe ba phuthegela kwa go Dafite kwa Heberone, ba re: “Bona, re lesapo la gago le nama ya gago. E rile mo metlheng e e fetileng, e bong ka Saule a sa ntse a le kgosi, ya bo e le wena yo o bolotsang o ba o gorosa Baiseraele; mme Jehofa Modimo wa gago a go raya a re: ‘O tlaa otla batho ba me Baiseraele, o tlaa nna kgosana ya batho ba me Baiseraele.’ ”

1 Chronicles 28:4-5

Le fa go ntse jalo Jehofa, Modimo wa Iseraele o na a intshenkela mo ntlong yotlhe ya ga rre, gore ke nne kgosi ya Iseraele ka bosakhutleng; gonne o itshenketse Juta go nna kgosana; le mo ntlong ya ga Juta a tsaya ntlo ya ga rre: le mo baneng ba ga rre a kgatlhega mo go nna go ntira kgosi ya Baiseraele botlhe. Mo baneng botlhe ba me ba basimane (gonne Jehofa o nneile bana ba basimane ba le bantsi) o itshenketse Solomone morwaake gore a dule mo setulong sa bogosi jwa ga Jehofa go laola Baiseraele.

1 Chronicles 28:6-8

“A nthaya a re: ‘Solomone morwao ene o tlaa aga ntlo ya me le malwapa a me; gonne ke mo itshenketse, gore a nne morwaake, mme ke tlaa nna rraagwe. Ke tlaa tlhomamisa bogosi jwa gagwe ka bosakhutleng, fa a tlhomama mo go direng ditaolo tsa me le dikatlholo tsa me, jaaka gompieno.’ “Jaana mo ponong ya Baiseraele botlhe, le ya phuthego ya ga Jehofa, le mo kutlong ya Modimo wa rona lo tlhokomele, lo tote ditaolo tsotlhe tsa ga Jehofa Modimo wa lona; gore lo rue lefatshe le le molemo le, lo bo lo le tlogelele bana ba lona boswa ka bosakhutleng, morago ga lona.

1 Chronicles 29:26-28

Jaana Dafite morwa Jese o ne a busa Baiseraele botlhe. Lobaka lo o ne a busitse Baiseraele ka lone e ne e le dinyaga di le 40; a busa ka dinyaga di supa mo Heberone, a busa ka dinyaga di le 33 mo Jerusalema. Mme a swa a tsofetse thata, a le metlha e e tletseng, a le khumo le tlotlo; Solomone morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.

2 Chronicles 1:1-4

Solomone morwa Dafite a thatafadiwa mo bogosing jwa gagwe, Jehofa Modimo wa gagwe a nna nae, a mo godisa mo go feteletseng. Solomone a bua le Baiseraele botlhe, le balaodi ba dikete, le ba makgolo, le baatlhodi, le kgosana nngwe le nngwe mo go Baiseraele botlhe, ditlhogo tsa makgotla a borara. Jalo Solomone le phuthego yotlhe ba ya felong fa go tlotlometseng kwa Gibeone; gonne mogope wa bophuthegelo wa Modimo o ne o le gone, o Moše motlhanka wa ga Jehofa o ne a o dirile kwa nageng. Mme letlole la Modimo, Dafite o ne a le tlhatlositse kwa Kiriathe-jearime a le isitse mo felong fa Dafite o ne a go le baakanyeditse, ka a ne a le tlhometse mogope kwa Jerusalema.

2 Chronicles 6:12-14

Kgosi ya ema fa pele ga sebeso sa ga Jehofa mo ponong ya phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlolola mabogo. (Gonne Solomone o ne a dirile maemo a kgotlho, boleele jwa one bo le dimetara di le 2,2, boatlhamo jwa one bo le dimetara di le 2,2, le bogodimo jwa one bo le dimetara di le 1,3, a a tlhomile fa gare ga lolwapa. Mme a ema mo go one, a khubama ka mangole fa pele ga phuthego yotlhe ya Baiseraele, a otlololela mabogo kwa legodimong), mme a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, ga go na Modimo ope o o tshwanang nao, kwa legodimong le fa e le mo lefatsheng; yo o tshegeletsang batlhanka ba gago kgolagano le boutlwelo botlhoko, e bong ba ba sepelang fa pele ga gago ka pelo yotlhe ya bone;

2 Chronicles 7:1-5

Jaana e rile Solomone a sena go wetsa go rapela, molelo wa fologa kwa legodimong, wa nyeletsa tshupelo e e fisiwang le ditlhabelo; mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka ntlo. Baperesiti ba retelelwa ke go tsena mo ntlong ya ga Jehofa, gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya Jehofa. E rile molelo o fologa le kgalelo ya ga Jehofa e le mo ntlong, bana botlhe ba Iseraele ba bo ba lebile; mme ba ikobela ka difatlhogo fa fatshe mo bopapathong jwa matlapa, ba obamela ba leboga Jehofa ba re: “Gonne o molemo, le boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.” Foo kgosi le batho botlhe ba isa tlhabelo fa pele ga Jehofa. Kgosi Solomone a isa tlhabelo e le dikgomo di le 22 000, le dinku di le 120 000. Kgosi le batho botlhe ba neela Modimo ntlo ya one.

2 Chronicles 7:12-14

Jehofa a bonalela Solomone go le bosigo a mo raya a re: “Ke utlwile morapelo wa gago, ke bile ke itshenketse felo fa, gore go nne ntlo ya tlhabelelo. E tlaa re fa ke tswala legodimo, mme pula e sa ne, kgotsa fa ke laola gore tsie e bilatse lefatshe, kgotsa fa ke tsosa kgogodi mo bathong ba me; fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina la me, ba ikokobetsa, mme ba rapela, ba batla sefatlhogo sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo; foo ke tlaa utlwa ke le mo legodimong, mme ke tlaa itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone.

2 Chronicles 12:13-14

Jalo kgosi Rehoboame a ithatafatsa mo Jerusalema, mme a busa; gonne Rehoboame o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 41, mme a busa ka dinyaga di le 17 mo Jerusalema, e le motse o Jehofa o ne a o itshenketse mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, go tla a baya leina la gagwe gone. Leina la ga mmaagwe e ne e le Naama mosadi wa Moamone. Mme a dira se se bosula, ka a se ka a itlhomamisa ka pelo go batla Jehofa.

2 Chronicles 13:17

Abija le batho ba gagwe ba ba bolaya ka polao e kgolo, mme ba Iseraele ba wa ba bolailwe e le banna ba ba tlhophegileng ba le 500 000.

2 Chronicles 13:20

Le gone Jeroboame ga a ka a tlhola a bona go thatafala mo metlheng ya ga Abija. Mme Jehofa a mo itaya, mme a swa.

2 Chronicles 14:2-5

Asa a dira se se molemo le se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe. Gonne o ne a tlosa dibeso tsa seeng, le mafelo a a tlotlometseng, a thubaka maje a a metloutlo, a rema Medimako. A laola Bajuta gore ba batle Jehofa Modimo wa borraabo, le go dira molao le taolo. Le gone a tlosa mafelo a a tlotlometseng le ditshwantsho tsa letsatsi mo metseng yotlhe ya Juta, mme bogosi jwa iketla fa pele ga gagwe.

2 Chronicles 15:17

Mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa mo Iseraele; le fa go ntse jalo pelo ya ga Asa e ne e itekanetse ka metlha yotlhe ya gagwe.

2 Chronicles 16:10

Foo Asa a nna bogale le molebi, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo gonne o na a mo šakgaditse thata ka ntlha ya selo se. Mme Asa a patika batho bangwe ka lobaka loo.

2 Chronicles 16:12

E rile ka ngwaga wa 39 wa puso ya gagwe Asa, a nna molwetse mo dinaong; bolwetse jwa gagwe bo ne bo le botona thata; mme mo bolwetseng joo ga a a ka a batla Jehofa, fa e se dingaka fela.

2 Chronicles 17:3-6

Jehofa o ne a na le Jehošafate, gonne a sepela mo ditseleng tsa ntlha tsa ga Dafite rraagwe, mme a se ka a batla kwa go boBaale. A batla mo Modimong wa ga rraagwe, a sepela mo ditaolong tsa one, mme e seng ka fa ditirong tsa Baiseraele. Ke gone ka moo Jehofa a tlhomamisa bogosi mo seatleng sa gagwe; mme Bajuta botlhe ba leretse Jehošafate dineo; a bona khumo le tlotlo ka botlalo. Pelo ya gagwe ya tsholetsega mo tseleng tsa ga Jehofa; gape a tlosa mafelo a a tlotlometseng le Medimako mo Juta.

2 Chronicles 18:18-22

A re: “Ke gone utlwang lefoko la ga Jehofa: Ka bona Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme lesomosomo lotlhe la legodimo le ne le eme ka fa letsogong la gagwe le legolo le fa go la molema. Mme Jehofa a re: ‘Mang yo o tlaa tsietsang Ahabe kgosi ya Israele, gore a tsamaye a ye go wa kwa Ramothe-gileate?’ Mme mongwe a bua ka mokgwa o, yo mongwe a bua ka mokgwa o sele. Ga tswa mowa mongwe, wa ema fa pele ga Jehofa, wa re: ‘Ke tlaa mo fepisa.’ Mme Jehofa a mo raya: ‘Ka eng?’ Wa re: ‘Ke tlaa tswa, mme ke tlaa nna mowa o o akang mo melomong ya baperofeti botlhe ba gagwe.’ A re: ‘Mo fepise, le gone o tlaa fenya; tswa o ye o dire jalo.’ “Ke gone jaana, bona, Jehofa o tsentse mowa o o akang mo melomong ya baperofeti ba, ba gago; Jehofa o buile bosula ka ga gago.”

2 Chronicles 18:23-27

Foo Setekia morwa Kenaana a atamela, a tlhanya Mikaia mo lesameng, a re: “Mowa wa Modimo o dule ka tsela efe mo go nna wa ya go bua nao?” Mme Mikaia a re: “Bona, o tlaa bona mo tsatsing leo, mogang o tsenang mo ntlwaneng e e kwa teng o ya go iphitlha gone.” Kgosi ya Iseraele ya re: “Tshwarang Mikaia, lo mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse, le kwa go Joaše morwa kgosi; mme lo re: ‘Kgosi e bua jaana, ya re: Tsenyang seapu se mo ntlong ya kgolegelo, lo mo neye dijo tsa patiko, le metsi a patiko, go tsamaya ke boa ka kagiso.’ ” Mikaia a re: “E tlaa re fa o ka boa le fa e le motlha o mongwe fela ka kagiso, Jehofa o tlaa bo a se ka a bua ka nna.” Mme a re: “Lo bo lo utlwe lona lotlhe ditšhaba.”

2 Chronicles 18:33-34

Monna mongwe a hula fela ka bora, ka phaphouletso, mme a betsa kgosi ya Iseraele fa malokololong a moitshomelo wa phemelo; ke gone ka moo a raya mokgweetsi wa kara a re: “Retolola letsogo la gago o ntsamaise ke tswe mo ntweng; gonne ke tlhabilwe mo go botlhoko.” Mme tlhabano ya gakala ka tsatsi leo; le fa go ntse jalo kgosi ya Iseraele ya ikemisa mo kareng ya yone, go tlhabana le Basiria go ya maitseboeng; mme ya re e ka ne e le ka letsatsi le kotlomela, a swa.

2 Chronicles 20:35-37

Morago ga moo Jehošafate kgosi ya Juta a ikopanya le Ahasia kgosi ya Iseraele; ene yo o ne a dira ka boikepo jo bogolo. A ikopanya nae go tla ba dira dikepe tse di ka yang Tarešiše; mme ba dira di kepe mo Esione-gebere. Foo Eliesere morwa Dotafahu wa Mareša a bolela ka ga Jehošafate, a re: “E re ka o ikopantse le Ahasia, Jehofa o sentse ditiro tsa gago.” Mme Dikepe tsa thubega, tsa ba tsa retelelwa ke go ya Tarešiša.

2 Chronicles 21:5-6

Jehorame o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 32; mme a busa ka dinyanga di 8 mo Jerusalema. Mme a sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele jaaka ba ntlo ya ga Ahabe ba ne ba dira; gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe, mme a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.

2 Chronicles 21:16-19

Jehofa a tsosetsa Jehorame mowa wa Bafilisitia, le wa Baarabia ba ba bapileng le Baethiopia. Mme ba bololela lefatshe la Juta, ba thobela mo go jone ka thata, ba tlosa thoto yotlhe e e fitlhetsweng mo ntlong ya kgosi, le bomorwawe, le basadi ba gagwe; a ba a tla a se ka a salelwa ke ngwana ope wa mosimane, fa e se Jehoahase, yo mmotlana wa bomorwawe. Morago ga moo gotlhe, Jehofa a mo itaya mo maleng ka botlhoko jo bo se nang kalafo. Ga dirala ya re motlha mongwe, go sena go feta dinyaga di le pedi mala a gagwe a wela kwa ntle ka ntlha ya bolwetse jwa gagwe, mme a swa ka matlhoko a a thata. Mme batho ba gagwe ba se ka ba mo direla phisetso e e etsang phisetso ya borraagwe.

2 Chronicles 22:2-4

E rile Ahasia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 42; mme a busa ka ngwaga o le mongwe fela mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia morwadia Omeri. Le ene a sepela mo ditseleng tsa ba ntlo ya ga Ahabe, gonne mmaagwe e ne e le mogakolodi wa gagwe mo go direng ka boikepo. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka go ne go dira ba ntlo ya ga Ahabe, gonne bao e ne e le bagakolodi ba gagwe morago ga loso lwa ga rraagwe, go mo isa tshenyegong.

2 Chronicles 22:9

A senka Ahasia, mme ba mo tshwara, (ka o ne a iphithile mo Samaria), mme ba mo isa kwa go Jehu mme ba mmolaya; ba mo fitlha gonne, ba re: “Ke morwa Jehošafate, yo o ne a batla Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.” Ba ntlo ya ga Ahasia ba ne ba se na thata ya go tshegetsa bogosi.

2 Chronicles 23:12-13

E rile Athalia a utlwa modumo wa batho ka ba siana ba baka kgosi, a tla kwa bathong mo ntlong ya ga Jehofa. A leba, mme bonang, kgosi ya bo e eme fa lekotwaneng fa botsenong, balaodi le bone ba le fa kgosing le ba dinaka; batho botlhe ba lefatshe ba itumela, ba letsa dinaka; baopedi le bone ba letsa ka dilo tsa kopelo, ba tlhabeletsa ka go opela pako. Foo Athalia a ikgagola diaparo a re: “Mooko! Mooko!”

2 Chronicles 23:16-18

Jehoiata a dira kgolagano gare ga gagwe le batho botlhe, le kgosi, ya go re ba tla nna batho ba ga Jehofa. Batho botlhe ba ya mo ntlong ya ga Baale, ba e rutlolola, le dibeso tsa gagwe, le ditshwantsho tsa gagwe ba di thubela ruri, ba bolaela Matane moperesiti wa ga Baale fa pele ga dibeso. Ditiro tsa ntlo ya ga Jehofa Jehoiata a di tsenya mo seatleng sa baperesiti le Balefi, ba Dafite o kileng a ba aba mo ntlong ya ga Jehofa, go tla ba isa ditshupelo tsa ga Jehofa tse di fisiwang ka boitumelo le kopelo, jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše, ka fa taolong ya ga Dafite.

2 Chronicles 24:1-2

Joaše o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di supa; mme a busa ka dinyaga di le 40 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Sibia wa Beerešeba. Joaše a dira se se siameng mo matlhong a Jehofa ka metlha yotlhe ya ga Jehoiata moperesiti.

2 Chronicles 24:20-22

Mowa wa Modimo wa tla mo go Sekaria morwa Jehoiata moperesiti; mme a ema a okame batho, a ba raya a re: “Modimo o bua jaana, wa re: ‘Ana lo tlolelang ditaolo tsa ga Jehofa, ka e le fa lo sa kake lwa tlhogonolofala? E re ka lo latlhile Jehofa, le ene o lo latlhile.’ ” Mme ba mo ikgolaganyetsa, ba mo kgobotletsa ka maje mo lwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa, ka taolo ya kgosi. Kgosi Joaše a se ka a gakologelwa bopelonomi jo Jehoiata rraagwe o kileng a bo mo direla, mme a bolaya morwawe. Mme ya re a swa, a re: “A Jehofa a se bone, a se boseletse.”

2 Chronicles 25:1-2

Amasia o rile a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 25, mme a busa ka dinyaga di le 29 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jehoatane wa Jerusalema. Mme a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, mme e seng ka pelo e e itekanetseng.

2 Chronicles 25:27

Go tswa mo lobakeng lwa fa Amasia a fapoga mo go saleng Jehofa morago, batho ba mo ikgolaganyetsa mo Jerusalema; mme a tshabela kwa Lakiše; mme ba roma batho ba mo latela kwa Lakiše, ba mmolaela gone.

2 Chronicles 26:3-5

E rile Usia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 16; mme a busa ka dinyaga di le 52 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jekilia wa Jerusalema. Mme a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Amasia rraagwe o ne a di dira. A itlhomamisa go batla Modimo mo metlheng ya ga Sekaria, yo o ne a na le tlhaloganyo mo ponatshegong ya Modimo; mme ya re a sa ntse a batla Jehofa, Modimo wa mo tlhogonolofatsa.

2 Chronicles 26:16-21

E rile a sena go nna thata, pelo ya gagwe ya tsholetsega a ba a tla a dira ditiro tsa sebodu, a leofela Jehofa, Modimo wa gagwe; gonne o ne a ya mo tempeleng ya ga Jehofa a ya go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo. Asaria moperesiti a tsena a mo setse morago, a na le baperesiti ba ga Jehofa ba le 80, ba e neng e le diganka tse di pelokgale. Ba ganela le kgosi Usia, ba mo raya ba re: “Usia, ga se ga gago go fisetsa Jehofa maswalo, fa e se ga baperesiti bomorwa Arone fela, ba ba lomololetsweng go fisa maswalo; tswa mo felong ga boitshepo; gonne o tlodile; le gone ga e ketla e nna tlotlo e e tswang mo go Jehofa Modimo mo go wena.” Foo Usia a nna bogale; mme o ne a tshotse leiswana mo seatleng, la go fisa maswalo; o rile a sa ntse a le bogale le baperesiti, lepero la tsoga mo phatleng ya gagwe fa pele ga baperesiti, mo ntlong ya ga Jehofa, fa sebesong sa maswalo. Asaria moperesiti yo mogolo, le baperesiti botlhe, ba mo leba, mme bonang, a bo a le lepero mo phatleng, mme ba mo ntsha gone ka bonako; ee, le ene a itlhaganela go tswela kwa ntle, gonne Jehofa o na a mo iteile. Usia kgosi a nna molepero go ya go fitlha mo tsatsing la loso lwa gagwe, mme a nna mo ntlong e e kwa thoko e lo yosi, ka a le molepero; gonne o na a kgaotswe mo ntlong ya ga Jehofa. Mme Jothame morwawe a laola ntlo ya kgosi, a atlhola batho ba lefatshe.

2 Chronicles 27:1-2

E rile Jothame a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; mme a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jeruša morwadia Satoke. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Usia rraagwe a ne a di dira; le fa go ntse jalo ga a ka a tsena mo tempeleng ya ga Jehofa. Batho ba bo ba sa ntse ba dira ditiro tsa sebodu.

2 Chronicles 28:1-3

E rile Ahase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 20, mme a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema; mme ga a ka a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa jaaka Dafite rraagwe. A sepela mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele, le gone a direla boBaale ditshwantsho tse di thetsweng. Gape a fisetsa maswalo mo mogogorong wa morwa Hinome, a fisa bana ba gagwe mo molelong jaaka mekgwa e e makgapha ya merafe e Jehofa o ne a e kgoromeletsa ntle fa pele ga bana ba Iseraele.

2 Chronicles 28:22-25

E rile mo lobakeng lwa pitlagano ya gagwe a fela a leofela Jehofa bogolo, ene yoo kgosi Ahase. Gonne o na a isetsa medimo ya Damaseko tlhabelo, yone e e mo kgemethileng, mme a re: “E re ka medimo ya dikgosi tsa Siria e ne ya ba thusa, ke gone ka moo ke tlaa e isetsang tlhabelo, gore e nthuse.” Mme ga nna tshenyego ya gagwe le ya Baiseraele botlhe. Ahase a phutha dilwana tsa ntlo ya Modimo, a remaganya dilwana tsa ntlo ya Modimo, a tswala ntlo ya ga Jehofa; a itirela dibeso mo kgokgotshong nngwe le nngwe ya Jerusalema. Mo motseng mongwe le mongwe wa Juta a dira mafelo a a tlotlometseng a go fisetsa medimo e sele maswalo gone, a tlhotlheletsa Jehofa Modimo wa borraagwe bogaleng.

2 Chronicles 29:1-3

E rile Hesekia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; mme a busa ka dinyaga di le 29 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Abija morwadia Sekaria. Mme a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Dafite rraagwe o ne a di dira. E rile ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe, ka kgwedi ya ntlha, a bula ntlo ya ga Jehofa, mme a mamatlelela ditswalo.

2 Chronicles 32:20-23

Kgosi Hesekia, le Isaia moperofeti morwa Amose, ba rapela ka ntlha ya moo, ba goela kwa legodimong. Jehofa a roma moengele, a kgaola diganka tsotlhe tse di pelokgale, le bagogi, le balaodi, mo bothibelelong jwa kgosi ya Asiria. Jalo kgosi ya boela kwa lefatsheng la ga yone ka ditlhong. E rile e fitlha mo ntlong ya modimo wa yone, bone ba ba duleng mo mmeleng wa gagwe tota, ba mmolaela gone ka tšhaka. Jalo Jehofa a golola Hesekia le banni ba Jerusalema, mo seatleng sa ga Senakeribe kgosi ya Asiria, le mo seatleng sa botlhe ba sele, mme a ba goga ka ntlha tsotlhe. Batho ba le bantsi ba leretse Jehofa dineo mo Jerusalema, le dilo tse di tlhokegang mo go Hesekia kgosi ya Juta, mme a itse go goletsega mo ponong ya merafe yotlhe go tswa mo lobakeng loo.

2 Chronicles 32:31

Le fa go ntse jalo mo tirong ya barongwa ba dikgosana tsa Babilone ba ba romilweng kwa go ene go botsa ka ga kgakgamatso e e neng ya dirwa mo lefatsheng, Modimo wa mo tlogela go mo leka gore o tle o itse gotlhe mo go mo pelong ya gagwe.

2 Chronicles 33:1-9

E rile Manase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 12; mme a busa ka dinyaga di le 55 mo Jerusalema. Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, ka fa dilong tse di makgapha tsa ditšhaba tse Jehofa o ne a di kgoromeletsa ntle fa pele ga bana ba Iseraele. Gonne o ne a ba a aga mafelo a a tlotlometseng a Hesekia rraagwe o ne a a rutlile; a agela boBaale dibeso, a dira Medimako, a obamela bontsi jotlhe jwa legodimo, a bo direla. A aga dibeso mo ntlong ya ga Jehofa, e Jehofa o ne a bua ka ga yone a re: “Leina la me le tlaa nna mo Jerusalema ka bosakhutleng.” A agela bontsi jotlhe jwa legodimo dibeso mo malwapeng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa. Le gone a ralatsa bana ba gagwe molelo mo mogogorong wa morwa Hinome, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira ka boloi, a bua le bone ba ba buang le badimo, le ba e leng baitseanape. A dira bosula bo le botona mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheleletsa bogaleng. Setshwantsho se se setilweng sa modimo wa sesetwa se o se dirileng, a se tlhoma mo ntlong ya Modimo, e Modimo o kileng wa bua ka ga yone le Dafite le Solomone morwawe, wa re: “Mo ntlong e, le mo Jerusalema, o ke o itshenketseng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, ke tlaa baya leina la me gone ka bosakhutleng. Le gone ga nketla ke tlhola ke sutisa lonao lwa Baiseraele mo lefatsheng le ke le laoletseng borraeno, ke raya fa ba tlhokomela go dira tsotlhe tse ke di ba laoletseng ka Moše, e bong molao otlhe le ditao, le ditaolelo.” Mme Manase a timetsa Bajuta le banni ba Jerusalema, ba ba ba tla ba dira bosula bogolo go ba merafe e Jehofa o kileng a e senya fa pele ga bana ba Iseraele.

2 Chronicles 33:10-13

Jehofa a bua le Manase le batho ba gagwe, mme ga ba a ka ba tlhokomela. Ke gone ka moo Jehofa a lere mo go bone balaodi ba ntwa ya kgosi ya Asiria; bao ba tshwara Manase ka dikgoge, ba mo golega ka mefiri, ba mo isa kwa Babilone. Mme ya re a le mo pitlaganong, a rapela Jehofa Modimo wa gagwe, a ikokobetsa thata fa pele ga Modimo wa borraagwe. A o rapela; mme wa rapelesega, wa utlwa mokokotlelo wa gagwe, wa ba wa mo lere gape kwa Jerusalema mo bogosing jwa gagwe. Foo Manase a itse fa Jehofa e le ene Modimo.

2 Chronicles 33:15-17

A tlosa medimo ya seeng, le modimo wa sesetwa mo ntlong ya ga Jehofa, le dibeso tsotlhe tse o kileng a di aga mo thabaneng ya ntlo ya ga Jehofa, le mo Jerusalema, a di latlhela kwa ntle ga motse. A aga sebeso sa ga Jehofa, a isa mo go sone ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso le tsa tebogo, a laola gore Bajuta ba direle Jehofa Modimo wa Iseraele. Le fa go ntse jalo batho ba fela ba isa ditlhabelo mo mafelong a a tlotlometseng, mme ya bo e le go isetsa Jehofa Modimo wa bone fela.

2 Chronicles 33:21-23

Amone o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 22; mme a busa ka dinyaga di le pedi mo Jerusalema. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka go ne go dira Manase rraagwe: Amone a isetsa ditshwantsho tsotlhe tse di setilweng tse Manase rraagwe o kileng a di dira ditlhabelo, mme a di direla. Ga a ka a ikokobetsa fa pele ga Jehofa, jaaka go kile ga ikokobetsa Manase rraagwe; mme ene Amone yo, a fela a tswelela go tlola bogolo.

2 Chronicles 34:1-4

E rile Josia a simolola go busa a bo a le dinyaga di 8; mme a busa ka dinyaga di le 31 mo Jerusalema. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, a sepela mo ditseleng tsa ga Dafite rraagwe, a se ka a fapogela ka fa go le legolo kgotsa go la molema. Gonne ya re ka ngwaga o o ferang e le mebedi wa puso ya gagwe, a sa ntse a le monana, a simolola go batla Modimo wa ga Dafite rraagwe; ya re ka ngwaga wa 12 a simolola go tlhapisa Juta le Jerusalema, a tlosa mafelo a a tlotlometseng, le Medimako, le ditshwantsho tse di setilweng, le ditshwantsho tse di thetsweng. Mme ba rutlolola dibeso tsa boBaale mo ponong ya gagwe; le ditshwantsho tsa letsatsi, tse di ne di le kwa godimo, godimo ga bone, a di remela fa fatshe; le Medimako le ditshwantsho tse di setilweng, le ditshwantsho tse di thetsweng, a di thubaganya, a di dira lorole, a lo gasetsa mo diphupung tsa ba ba kileng ba di isetsa ditlhabelo.

2 Chronicles 34:15-21

Hilekia a bua, a raya Shafane mokwadi a re: “Ke bonye lokwalo lwa molao mo ntlong ya ga Jehofa.” Hilekia a neela Shafane lokwalo. Shafane a isa lokwalo kwa kgosing, gape a isa lefoko kwa kgosing, a re: “Gotlhe mo go neetsweng batlhanka ba gago ba a go dira. Ba ntshitse madi a a fitlhetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, ba a tsentse mo seatleng sa balebalebedi, le mo seatleng sa badiri.” Mme Shafane mokwadi a bolelela kgosi a re: “Hilekia moperesiti o nneetse lokwalo.” Mme Shafane a balela kgosi mo go lone. Ga dirala ya re kgosi e sena go utlwa mafoko a molao, ya ikgagola diaparo. Kgosi ya laola Hilekia le Ahikame morwa Shafane, le Abatone morwa Mika, le Shafane mokwadi, le Asaia motlhanka wa kgosi, a re: “Yang lo mpoletse mo go Jehofa, lo bo lo boletse le bone ba ba setseng mo Iseraele le mo Juta, ka ga mafoko a lokwalo lo lo bonyweng, gonne bogale jwa ga Jehofa jo bo goromeditsweng mo go rona bo bogolo, gonne borraetsho ga ba a tshegetsa lefoko la ga Jehofa, go dira jaaka tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo.”

2 Chronicles 34:24-27

Jehofa o bua jaana a re: Ke tlaa lere bosula mo felong fa, le mo banning ba gone, e bong diphutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo ba lo badileng fa pele ga kgosi ya Juta. Gonne ba ntatlhile, ba fiseditse medimo e sele maswalo, go tla ba ntlhotlheletsa bogaleng ka ditiro tsotlhe tsa diatla tsa bone; ke gone ka moo bogale jwa me bo goromeditsweng mo felong fa, mme ga bo ketla bo tingwa.’ Mme kgosi ya Juta e e lo romileng, lo tla go botsa mo go Jehofa, lo mo reye lo re: Jehofa Modimo wa Iseraele a re: ‘Ka ga mafoko a o a utlwileng, e re ka pelo ya gago e ne e le tshisimogo, mme wa ikokobetsa fa pele ga Modimo, jale ka o utlwa mafoko a one ka ga felo fa, le ka ga banni ba gone, mme o ikokobeditse fa pele ga me, o ikgagotse diaparo, wa lela fa pele ga me; le nna ke go utlwile. Go bua Jehofa.

2 Chronicles 34:31-33

Mme kgosi ya ema mo bonnong jwa yone, ya dira kgolagano fa pele ga Jehofa, ya re, e tlaa sala Jehofa morago, e tshegetsa ditaolo tsa gagwe, le ditshupo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe, ka pelo yotlhe ya yone le ka mowa otlhe wa yone, go dirafatsa mafoko a kgolagano a a kwadilweng mo lokwalong lo. Botlhe ba ba fitlhetsweng mo Jerusalema le mo Benjamine, a ba laola gore ba eme mo kgolaganong eo. Banni ba Jerusalema ba dira ka fa kgolaganong ya Modimo, Modimo wa borraabo. Josia a tlosa dilo tsotlhe tse di makgapha mo mafatsheng otlhe a e leng a bana ba Iseraele, mme botlhe ba ba fitlhelwang mo Iseraele a ba dirisa, e bong go direla Jehofa Modimo wa bone. Metlheng yotlhe ya gagwe ga ba a ka ba kgaogana le go sala Jehofa Modimo wa borraabo morago.

2 Chronicles 36:2

Jehoahase o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 23, mme a busa ka dikgwedi di le tharo mo Jerusalema.

2 Chronicles 36:5

E rile Jehoiakime a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; mme a busa ka dinyaga di le 11 mo Jerusalema, mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa Modimo wa gagwe.

2 Chronicles 36:9

Jehoiakine o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di 8; mme a busa ka dikgwedi di le tharo le malatsi a le some mo Jerusalema: A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa.

2 Chronicles 36:10

Mme ya re mo tshokologong ya ngwaga, Nebukatenesare a roma batho, a mo isa Babilone, a na le dilwana tse di molemo tsa ntlo ya ga Jehofa, mme a dira Setekia monnawe kgosi ya Juta le Jerusalema.

2 Chronicles 36:11-14

E rile Setekia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 21, mme a busa ka dinyaga di le 11 mo Jerusalema. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa Modimo wa gagwe; ga a ka a ikokobetsa fa pele ga Jeremia moperofeti fa a bua ka molomo wa ga Jehofa. Le gone a tsuololela kgosi Nebukatenesare yo o ne a mo ikanisitse ka Modimo. A thatafatsa thamo ya gagwe, a kgwaralatsa pelo ya gagwe, gore e se ka ya sokologela mo go Jehofa Modimo wa Iseraele. Gape ditlhogo tsotlhe tsa baperesiti, le batho ba tlola thatathata ka fa dilong tse di makgapha tsotlhe tsa merafe; ba itshekolola ntlo ya ga Jehofa e o ne a e itshepisitse mo Jerusalema.

2 Chronicles 36:16-21

mme ba sotla barongwa ba Modimo, ba nyatsa mafoko a gagwe, ba tshega baperofeti ba gagwe, ga tsamaya bogale jwa ga Jehofa jwa tsogela batho ba gagwe, ga tsamaya phodiso ya tlhokafalela ruri. Ke gone ka moo o lerileng mo go bone kgosi ya Bagalatea, ya bolaela makau a bone ka tšhaka mo ntlong ya felo ga boitshepo ga bone, ya se ka ya utlwela lekau le fa e le morweetsana, motsofe le fa e le motho wa bogologolo botlhoko; wa ba neela botlhe mo seatleng sa yone. Le dilwana tsotlhe tsa ntlo ya Modimo, tse dikgolo le tse dinnye, dikhumo tsa ntlo ya ga Jehofa, le dikhumo tsa kgosi, le tsa dikgosana tsa yone; dilo tse tsotlhe ya di isa kwa Babilone. Ba fisa ntlo ya Modimo, ba rutlolola lorako lwa Jerusalema, ba fisa mantlo otlhe a dikgosi a teng ka molelo, ba senya dilwana tsotlhe tse di molemo tsa gone. Bone ba ba falotseng mo tšhakeng ya ba isa Babilone; mme ba nna batlhanka ba yone le ba bomorwaa yone ba ba ba tla go fitlha mo pusong ya bogosi jwa Peresia; go dirafatsa lefoko la ga Jehofa ka molomo wa ga Jeremia, ga tsamaya lefatshe la ja monate wa boSabata ba lone; gonne ya re lefatshe le sa ntse le swafetse la bo le tshegeditse Sabata go fetisa dinyaga di le 70.

2 Chronicles 36:22-23

Jaana, e rile ka ngwaga wa ntlha wa ga Kurose kgosi ya Peresia, e le gore lefoko la ga Jehofa ka molomo wa ga Jeremia le dirafadiwe, Jehofa a tlhotlheletsa mowa wa ga Kurose kgosi ya Peresia, a ba a tla a dira kitsiso mo bogosing jotlhe jwa gagwe, a ba a e kwala a re: “Kurose kgosi ya Peresia o bua jaana, a re: ‘Jehofa Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe; o ntaotse gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema o o mo lefatsheng la Juta. Le fa e kabo e le mang yo o gone mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, a Jehofa Modimo wa gagwe a nne nae, mme a a tlhatlogele teng.’ ”

Ezra 1:1-3

Jaana e rile ka ngwaga wa ntlha wa ga Kurose kgosi ya Peresia, e le gore lefoko la ga Jehofa ka molomo wa ga Jeremia le dirafadiwe, Jehofa a tlhotlheletsa mowa wa ga Kurose kgosi ya Peresia, a ba a tla a dira kitsiso mo bogosing jotlhe jwa gagwe, le gone a e kwala, a re: “Kurose kgosi ya Peresia o bua jaana, a re: Jehofa Modimo wa legodimo o nneile magosi otlhe a lefatshe; o ntaotse gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema o o kwa lefatsheng la Juta. Le fa e ka bo e le mang yo o teng mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, a Modimo wa gagwe o nne nae, a a tlhatlogele kwa Jerusalema, o o kwa Juta, mme a a age ntlo e e mo Jerusalema ya ga Jehofa Modimo wa Iseraele, (ke ene Modimo).

Ezra 10:14

A dikgosana tsa rona di tlhomelwe phuthego yotlhe jaana, mme a botlhe ba ba mo metseng ya rona, ba ba nyetseng basadi ba seeng, ba tle ka dipaka tse di tlaa tlhongwang, bagolwane ba motse mongwe le mongwe ba na nabo, le baatlhodi ba teng, go tsamaya bogale jo bo tukang jwa Modimo wa rona bo busiwe mo go rona, go tsamaye tiro e e fele.”

Esther 3:1-4

Morago ga dilo tse kgosi Ahasueruse a goletsa Hamane morwa Hametathe wa Moagage, a mo isa kwa pele, a baya setulo sa gagwe godimo ga dikgosana tsotlhe tse o nang natso. Batlhanka botlhe ba kgosi, ba ba mo kgorong ya kgosi ba ikoba, ba tlotla Hamane gonne kgosi e laotse jalo ka ga gagwe. Mme Moretekai a se ka a ikoba a ba a se ka a mo tlotla. Foo batlhanka ba kgosi, ba ba mo kgorong ya kgosi, ba raya Moretekai ba re: “Ana o tlolelang taolo ya kgosi?” Ga dirala ya re ba ntse ba bua nae ka malatsi otlhe, mme a se ka a ba reetsa, ba bolelela Hamane gore ba tle ba bone boo mafoko a ga Moretekai a tlaa ema; gonne o na a ba boleletse fa a le Mojuta.

Esther 3:12-15

Foo bakwaledi ba kgosi ba bidiwa ka kgwedi ya ntlha, ka letsatsi la 13 la yone; mme ga kwalwa ka fa go tsotlhe tse Hamane o di laoletseng balaodisiwa ba kgosi ka gone, le balaodi ba ba laolang mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe, le magosana a sešaba sengwe le sengwe kgaolo nngwe le nngwe ya lefatshe ka fa go kwaleng ga yone, le sešaba sengwe le sengwe ka fa puong ya sone; lo no lwa kwalwa mo ineng la kgosi Ahasueruse, lwa kanwa ka lenyena la kgosi. Dikwalo tsa isiwa ke batsamaisi ba dikwalo kwa dikgaolong tsotlhe tsa mafatshe otlhe a kgosi, go senya, le go bolaya, le go nyeletsa Bajuta botlhe, makau le batsofe, banyana le basadi, ka letsatsi le le lengwe fela, e bong ka tsatsi la 12 la kgwedi ya 12, e e leng kgwedi ya Atare, le gore go gapiwe dilo tsa bone. Malebela a lokwalo a na a itsisiwe ditšhaba tsotlhe, gore taolo eo e bolelwe mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe gore ditšhaba di ipaakanyetse letsatsi leo. Batsamaisi ba dikwalo ba tsamaya ba potlakisiwa ke taolo ya kgosi, mme molao wa tlhongwa mo Shušane motse wa kgosi. Kgosi le Hamane ba dula ba nwa; motse wa Shušane one wa tseakana fela.

Esther 5:1-3

Jaana ga dirala ya re ka letsatsi la boraro, Esethere a apara diaparo tsa gagwe tsa segosi, a ya a ema mo lwapeng lo lo kwa teng lwa ntlo ya kgosi, bolebagana le ntlo ya kgosi; mme kgosi ya bo e dutse mo setulong sa yone sa segosi mo ntlong ya segosi, bolebagana le kgoro ya ntlo. Ga dirala e rile kgosi e bona Esethere mohumagadi a eme mo lwapeng, Esethere a bona botsalano mo ponong ya yone; mme kgosi ya otlololela Esethere thobane ya gouta ya bogosi e o e tshotseng. Mme Esethere a atamela, a ama ntlha ya thobane ya bogosi. Foo kgosi ya mo raya ya re: “O ratang mohumagadi Esethere? Topo ya gago ke eng? O tlaa se newa fela le fa e ka bo e le bontlhanngwe jwa bogosi.”

Job 9:24

Lefatshe le tsentswe mo seatleng sa baikepi, o khurumetse sefatlhogo sa baatlhodi ba lone; fa e se one, ana e tlaa bo e le mang?

Job 34:17

Le yo mongwe fela yo o ilang tshiamo a o tlaa busa? A o tlaa bona ene molato yo o tekatekanyo le nonofo?

Job 34:18

A go tshwanetse go rewa kgosi go twe: ‘O maswe,’ kgotsa batlotlegi go twe: ‘Lo bosula’?

Psalms 2:1-4

Ana merafe e šakgaletseng, le ditšhaba di tlhatlhanyetsang selo sa boithamako? Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa, le balaodi ba logisanya maano, ka ga Jehofa, le ka Motlodiwa wa gagwe, ba re: “A re kgaoleng dithapo tsa bone, le megala ya bone re e latlhe mo go rona.” Ene yo o dutseng mo magodimong o tlaa tshega; Jehofa o tlaa ba sotla.

Psalms 2:6-11

“Le fa go ntse jalo ke tlhomile kgosi ya me mo thabeng ya me e e boitshepo ya Sione.” Ke tlaa bolela ka ga taolo; Jehofa o ntheile a re: “O morwaake; ka tsatsi leno ke go tsetse. Ntopa, mme ke tlaa go naya merafe go nna boswa jwa gago, le dikhutlo tsa lefatshe go nna thuo ya gago. O tlaa ba thubakanya ka tsamma ya tshipi; o tlaa ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi.” Ke gone jaana tlhalefang, lona dikgosi; lo rutege, lona baatlhodi ba lefatshe. Direlang Jehofa ka poifo, mme lo itumele ka tlakaselo.

Psalms 9:17-20

Baikepi ba tlaa boela Bobipong, e bong merafe yotlhe e e lebalang Modimo. Gonne batlhoki ga ba ketla ba lebalwa ka metlha yotlhe, le fa e le tebelelo ya bahumanegi ga e ketla e nyelela ka bosakhutleng. Tloga o eme, Jehofa, a motho a se fenye; a merafe e atlholwe mo ponong ya gago. Jehofa, ba boifise; a merafe e ikitse fa e le batho fela. Sela.

Psalms 10:16

Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng le ka bosaengkae; baditšhaba ba nyeleletse ruri mo lefatsheng la gagwe.

Psalms 11:5

Jehofa o leka basiami; moikepi le yo o ratang go thubaka, mowa wa gagwe o a ba ila.

Psalms 22:27-28

Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa gakologelwa, di boela mo go Jehofa; le ditshika tsotlhe tsa merafe di tlaa obama fa pele ga gago. Gonne bogosi ke jwa ga Jehofa; ke ene mmusi wa merafe.

Psalms 24:10

Kgosi eo ya kgalalelo ke mang? Jehofa wa masomosomo, ke ene Kgosi ya kgalalelo. Sela.

Psalms 33:10-12

Jehofa o dira kgakololo ya merafe go nna lefela; o dira megopolo ya ditšhaba go nna e se na tiro. Kgakololo ya ga Jehofa e eme ka tlhomamo ka bosenabokhutlo, dikgopolo tsa pelo ya gagwe go ya tshikatshikeng. Go sego morafe o Jehofa e leng Modimo wa one; batho ba o ba itshenketseng gore e nne boswa jwa gagwe ka esi.

Psalms 47:2-8

Gonne Jehofa Mogodimodimo o a boitshega; ke Kgosi e kgolo ya lefatshe lotlhe. O tlaa fenya ditšhaba a di baya tlase ga rona, le merafe tlase ga dinao tsa rona. O tlaa re lebalebela boswa, e bong tlotlomalo ya ga Jakobe yo o neng a mo rata. Sela. Modimo o tlhatlogile ka lošalaba, Jehofa ka tumo ya lonaka. Opelelang Modimo dipako, opelang dipako; opelelang Kgosi ya rona dipako, opelang dipako. Gonne Modimo ke Kgosi ya lefatshe lotlhe; lo opele dipako ka tlhaloganyo. Modimo o busa mo merafeng; Modimo o dutse mo setulong sa one se se boitshepo sa bogosi.

Psalms 95:3

Gonne Jehofa ke Modimo o Mogolo, le Kgosi e kgolo godimo ga medimo yotlhe.

Psalms 98:6

Ka dinaka le ka modumo wa diphala, lo tsheleng lešoa la boitumelo fa pele ga Kgosi Jehofa.

Psalms 102:15

Jalo merafe e tlaa boifa leina la ga Jehofa, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe, di tlaa boifa kgalalelo ya gago;

Proverbs 8:15-16

Dikgosi di busa ka nna, le dikgosana di tlhoma molao wa tshiamo ke nna. Dikgosana di laola ka nna le bagolwane, e bong baatlhodi botlhe ba lefatshe.

Proverbs 14:34-35

Tshiamo e goletsa morafe, mme boleo ke kgobo mo tšhabeng nngwe le nngwe. Natefo ya kgosi e lebanye le motlhanka yo o dirang ka botlhale, mme bogale jwa yone bo tukele ene yo o tlhabisang ditlhong.

Proverbs 16:10-15

Katlholo ya semodimo e mo dipounameng tsa kgosi, molomo wa yone ga o ketla o tlola mo tshiamisong. Selekanyo se se siameng, le dilekanyo tsa pego tse di siameng ke tsa ga Jehofa, dilekanyo tsotlhe tse di bokete tsa kgetse, ke tiro ya gagwe. Ke sefedisapelo mo dikgosing go dira boikepo, gonne setulo sa bogosi se nitamisiwa ke tshiamo. Dipounama tse di siameng ke natefelo ya dikgosi, mme di rata yo o buang tshiamo. Bogale jwa kgosi bo ntse jaaka barongwa ba loso, mme monna yo o tlhalefileng o tlaa bo opela legofi. Mo go selweng ke sefatlhogo sa kgosi go na le botshelo, le botsalano jwa yone bo ntse jaaka leru la pula ya kgogolammoko.

Proverbs 19:10-12

Go tshela mo letlapung ga go a tshwanela seeleele; bogolo jang ga go a tshwanela motlhanka go busa dikgosana. Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo. Botšarara jwa kgosi bo ntse jaaka go kgorotlha ga tau; mme botsalano jwa yone bo ntse jaaka monyo mo loremeng.

Proverbs 20:2

Poitsho ya kgosi e ntse jaaka go kgorotlha ga tau; yo o e gakatsang o iteofela botshelo jwa gagwe.

Proverbs 20:8

Kgosi e e dutseng mo setulong sa bogosi sa katlholelo, e feferela koo bosula jotlhe ka matlho a yone.

Proverbs 21:1

Pelo ya kgosi e mo seatleng sa ga Jehofa, jaaka meedi ya metsi; o e sokololela kwa o go ratang.

Proverbs 24:21-22

Morwaaka, o boife Jehofa le kgosi; mme o se ka wa itlhakanya le ba ba tlhanoga-tlhanogang. Gonne tatlhego ya bone e tlaa tsoga ka tshoganetso; mme e mang yo o itseng tshenyego ya bone boo babedi?

Proverbs 25:2-7

Ke tlotlego mo Modimong go loba selo, mme tlotlego mo dikgosing ke go tlhotlhomisa selo. Mo go sa kankabediweng ke legodimo ka bogodimo, le lefatshe ka boteng, le pelo ya dikgosi. Okola manyelo mo selefereng, mme motlhapolosi o tlaa tswelwa ke selwane. Tlosa baikepi fa pele ga kgosi, mme setulo sa yone sa bogosi se tlaa tlhomamisiwa mo tshiamong. O se ka wa itlotlomatsa fa pele ga kgosi, o se ka wa ema mo boemong jwa banna ba bagolo; gonne go molemo o rewa go twe: “Tlhatlogela kwano,” bogolo go go isiwa kwa tlase fa pele ga kgosana e matlho a gago a e bonyeng.

Proverbs 28:15-16

Jaaka tau e e dumang, le bera e e lalogileng, molaodi yo o boikepo o ntse jalo mo tšhabeng e e humanegileng. Kgosana e e tlhokang tlhaloganyo e bile ke mopatiki yo mogolo, mme yo o ilang keletso ya boiphetlho o tlaa lelefatsa malatsi a gagwe.

Proverbs 29:2-4

E re mogang basiami ba totang batho ba itumele, mme mogang moikepi o laolang batho ba fegelwe. Motho yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe, mme yo o tsalanang le basadi ba diaka o senya thoto ya gagwe. Kgosi e tlhomamisa lefatshe ka tshiamiso, mme yo o tsayang dineo ka patiko o a le ribegetsa.

Proverbs 29:12-14

Fa molaodi a reetsa maaka, batlhanka ba gagwe botlhe ke baikepi. Mohumanegi le mopatiki ba tle ba kopane; Jehofa o sedifatsa matlho a bone boo babedi. Kgosi e e atlholang bahumanegi ka nnete, setulo sa yone sa bogosi se tlaa tlhomama ka bosakhutleng.

Proverbs 31:4-5

Ga go a tshwanela dikgosi, Lemuele, ga go a tshwanela dikgosi go nwa bojalwa jwa mofine; ga go a tshwanela dikgosana, go re: “Bojalwa jwa mofine jo bo loileng bo kae?” Gonne ba ka tla ba nwa, mme ba lebala molao, ba sokamisa tshiamiso ya bangwe ba ba pitlagantsweng.

Ecclesiastes 8:2-4

Ke a go gakolola, o tshegetse taolo ya kgosi, le ka ga yone ikano ya Modimo. O se ka wa potlakela go tswa fa pele ga yone; o se ka wa itshoka ka thata mo selong se se bosula; gonne kgosi e dira se e se ratang. Ka gobo lefoko la kgosi le na le thata; mme e mang yo o ka e rayang a re: “Ana o dirang?”

Ecclesiastes 10:20

O se ka wa roga kgosi, nnyaa, le fa e le mo mogopolong; le bahumi o se ka wa ba roga mo ntlwaneng ya gago ya borobalo; gonne nonyane ya loapi e tlaa isa lentswe, le se se nang le diphuka se tlaa bolela mafoko.

Isaiah 1:7-10

Lefatshe la lona le swafetse, metse ya lona e fisitswe ka molelo; maota a lona baeng ba a ja lo ba lebile ka matlho, mme go swafetse jaaka mo go gokgodisitsweng ke baeng. Morwadia Sione o tlogetswe jaaka loobo mo tshimong ya mafine, jaaka mogope mo lotlhagareng lwa makatane, jaaka motse o o dikilweng ke ntwa. Fa Jehofa wa masomosomo a ne a se ka a re sadisetsa masalela a le mannye, re kabo re ntse jaaka Sotoma, re kabo re tshwana le Gomora. Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona balaodi ba Sotoma; sekegelang molao wa Modimo wa rona tsebe, lona batho ba Gomora.

Isaiah 1:13-14

Lo se ka lwa tlhola lo tlisa diromololo tsa boithamako; maswalo ke makgapha mo go nna; kilelo ya kgwedi le sabata, le go bidiwa ga diphuthego; ga ke na go itshokela boikepo le phuthego e e masisi. Mowa wa me o ila go rogwa ga dikgwedi tsa lona; le mediro ya lona e e laotsweng; ke letshwenyo mo go nna; ke lapile go di rwala.

Isaiah 2:4

O tlaa atlhola fa gare ga merafe, a kgalemele ditšhaba di le dintsi, mme di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.

Isaiah 8:12

“Lo se ka lwa re: Go morero, ka ga sengwe le sengwe se batho ba ba reng: Go morero; le gone lo se ka lwa boifa se bone ba se boifang; le fa e le go boborana ka ga sone.

Isaiah 9:6-7

Gonne ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: “Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.” Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo, a le mo setulong sa bogosi sa ga Dafite, le mo bogosing jwa gagwe go bo tlhomamisa, le go bo tshegetsa ka katlholo le ka tshiamo, go tloga gompieno go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tlaa dirafatsa selo se.

Isaiah 13:19-20

Mme Babilone, kgalalelo ya magosi, bontle jwa pelafalo ya Bakalatea, o tlaa nna jaaka fa Modimo o lo wa ribegetsa Sotoma le Gomora. Ga o ketla o tlhola o nnwa ke batho gope, le gone ga go ope yo o tlaa agang mo go one go tswa kokomaneng, go ya kokomaneng; le gone Moarabia ga a ketla a tlhoma mogope wa gagwe gone; le gone badisa ga ba ketla ba bothisa matsomane a bone gone.

Isaiah 14:4-5

go re o tlaa tlhaba seane se ka ga Babilone, o re: “Ana mopatiki o khutlile jang! Motse o o gouta o khutlile jang! Jehofa o robile serobi sa baikepi, e bong thobane ya bogosi ya babusi; e le

Isaiah 24:5-6

Lefatshe le bile le tsenye leswe tlase ga banni ba lone; ka ba tlodile melao, ba fetotse ditao, ba robile kgolagano ya bosakhutleng. Ke gone ka moo phutso e supuditseng lefatshe, le ba ba agileng mo go yone ba bonywe molato; ke gone ka moo banni ba lefatshe ba fisitsweng, mme ba setse ba le banye.

Isaiah 32:1

Bonang, kgosi e tlaa busa ka tshiamo, le dikgosana di tlaa laola ka tshiamo.

Isaiah 33:22

Gonne Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Motlhoma molao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona; ene o tlaa re boloka.

Isaiah 44:28

Yo ke buang ka ga Kurose, ke re: ‘Ke motho wa me yo o disang, mme o tlaa dirafatsa go kgatlhega ga me gotlhe fela;’ yo ke rayang Jerusalema, ke re: ‘O tlaa agiwa;’ le tempele, ke re: ‘Motheo wa gago o tlaa thaiwa.’ ”

Isaiah 45:1

Jehofa o bua jaana le motlodiwa wa gagwe, a raya Kurose, yo letsogo la gagwe ke le tshegeditseng go tla ke fenya merafe fa pele ga gagwe, mme ke tlaa repisa ditheka tsa dikgosi; go tla ke bula mejako fa pele ga gagwe, mme dikgoro ga di ketla di tswalwa.

Isaiah 60:12

Gonne morafe o o tlaa ganang go go direla, le bogosi, ba tlaa nyelela; ee, merafe eo, e tlaa senyediwa ruri.

Jeremiah 1:10

Bona, ke go neile thata mo merafeng le mo magosing gompieno, go kumola le go phalolela fa fatshe, go senya le go ribegetsa; go aga le go tlhoma.”

Jeremiah 5:11

Gonne ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta ba dirile ka bolotsana jo bogolo fa pele ga me,” go bua Jehofa.

Jeremiah 5:15

“Bonang, ke tlaa lere mo go lona morafe o o tswang kgakala, lona ba ntlo ya Iseraele,” go bua Jehofa. “Ke morafe o o thata, ke morafe wa bogologolo, morafe o puo ya one o sa e itseng, o bile o sa tlhaloganye se ba se buang.

Jeremiah 6:13

“Gonne go simolola ka yo mmotlana go ya kwa go yo mogolo mo go bone, mongwe le mongwe o ineetse mo bopelotshetlheng; mme go simolola ka moperofeti go ya moperesiting, mongwe le mongwe o dira ka go ferekana fela.

Jeremiah 10:10

Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri; ke ene Modimo o o tshedileng, le Kgosi e e sa khutleng; lefatshe le roroma ka tšararego ya gagwe, le merafe ga e a nonofa go itshokela kgakalo ya gagwe.

Jeremiah 12:17

Fa ba gana go utlwa, foo ke tlaa kumola morafe oo, ke o kumola ke o senya. Go bua Jehofa.”

Jeremiah 18:5-10

Foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re: “Lona ba ntlo ya Iseraele, a ga nkake ka dira ka lona jaaka mmopi yo wa dipitsa?” Go bua Jehofa. “Bonang, jaaka letsopa le ntse mo seatleng sa mmopi wa dipitsa, le lona lo ntse jalo mo seatleng sa me, lona ba ntlo ya Iseraele. E tlaa re fela ka lobaka lo ke buang ka lone ka ga morafe mongwe le ka ga bogosi bonwe, go bo kumola, go bo rutlolola le go bo senya; fa morafe o ke buileng ka ga one o kgaogana le bosula jwa one, ke tlaa ikwatlhaya ka ga bosula jo ke ne ke gopotse go bo o direla. E tlaa re fela ka lobaka lo ke buang ka lone ka ga morafe mongwe le ka ga bogosi bonwe, go bo aga le go bo tlhoma; fa bo dira bosula mo ponong ya me, bo sa utlwe lentswe la me, foo ke tlaa ikwatlhaya ka ga molemo o ke rileng ke tlaa o bo direla.

Jeremiah 25:26-27

le dikgosi tsotlhe tsa kwa ntlheng ya botsheka, kwa kgakala le fa gaufi, nngwe le nngwe; le magosi otlhe a lefatshe a a mo lefatsheng lotlhe; le kgosi ya Shešake e tlaa nwa morago ga bone. “O di reye, o re: ‘Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a re: Nwang lo tagwe, lo tlhatse, lo we, mme lo se ka lwa tlhola lo tsoga, ka ntlha ya tšhaka e ke tlaa e tsenyang mo go lona.’

Jeremiah 25:32-36

Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Bonang, bosula bo tlaa tsamaya bo tlhomagantse merafe, mme go tlaa tsosiwa ledimo le legolo le le tswang kwa dikhutlong tsa lefatshe.” Babolaiwa ba ga Jehofa ba tlaa fitlhelwa mo motlheng oo, mo sekhutlong sengwe sa lefatshe, go ya sekhutlong se sengwe sa lefatshe; ga ba ketla ba lelelwa, le fa e le go phuthwa, le fa e le go fitlhwa; ba tlaa nna letshotelo felo mo godimo ga mmu. Bokolelang lona badisa, lo goe; bidikamang mo meloreng, lona bagolwane ba letsomane; gonne metlha ya polao ya lona e fitlhile ka botlalo, mme ke tlaa lo thubaganya, lo tlaa wa jaaka sejana se se eletsegang. Badisa ba tlaa tlhoka tsela e ba ka tshabang ka yone, le bagolwane ba letsomane tsela e ba ka falolang ka yone. A kodu ya go goa ga badisa, le ya pokolelo ya bagolwane ba letsomane! Gonne Jehofa o kgakgabatsa bohulo jwa bone.

Jeremiah 29:7

Lo batlele motse o ke laotseng gore lo isiwe botshwarong kwa go one kagiso, lo o rapelele mo go Jehofa; gonne mo kagisong ya one le lona lo tlaa bona kagiso.”

Jeremiah 50:23

Ana noto ya lefatshe lotlhe e phatlogile jang ka bogare, e thubegile jang! Ana Babilone o swafetse mo merafeng jang!

Jeremiah 51:6-7

Kudubitlegang lo tswe mo gare ga Babilone, mme a mongwe le mongwe a phedise botshelo jwa gagwe; se kgaolelweng mo boikepong jwa gagwe; gonne ke motlha wa pusoloso ya ga Jehofa; o tlaa mo naya tuelo. Babilone e ne e ntse e le senwelo sa gouta mo seatleng sa ga Jehofa, se se tagisitseng lefatshe lotlhe: merafe e nole bojalwa jwa mofine jwa gagwe; ke gone ka moo merafe e tsenwang.

Jeremiah 51:53

Le fa Babilone a ka palamela kwa legodimong, le fa a ka thatafatsa bogodimo jwa thata ya gagwe, le fa go ntse jalo bathopi ba tlaa tla mo go ene ba tswa kwa go nna.” Go bua Jehofa.

Jeremiah 51:57-58

Mme ke tlaa tagisa dikgosana tsa gagwe, le matlhale a gagwe, le balaodi ba gagwe, le balaodisiwa ba gagwe, le diganka tsa gagwe; mme ba tlaa robala boroko jo bo sa khutleng, ba sa kubuge, go bua Kgosi, e leina la yone e leng Jehofa wa masomosomo.” “Jehofa wa masomosomo o bua jaana; a re: ‘Dithako tse di atlhameng tsa Babilone di tlaa ribegelediwa ruri, le ditswalo tsa teng tse di godileng di tlaa fisiwa ka molelo; mme ditšhaba di tlaa ingodisetsa lefela, le merafe e itapisetsa molelo, mme ba tlaa lapa.’ ”

Daniel 2:21

O fetola metlha le dipaka; o tlose dikgosi, o bo o tlhome dikgosi; o neye batlhale botlhale; le kitso o e neye ba ba itseng tlhaloganyo.

Daniel 2:36-45

“Ke yone toro; mme re tlaa bolela phuthololo ya yone fa pele ga kgosi. Wena kgosi, o kgosi ya dikgosi, yo Modimo wa legodimo o go neileng bogosi, le thata, le nonofo, le kgalalelo. Gongwe le gongwe kwa bana ba batho ba agileng gone, diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi, o di tsentse mo seatleng sa gago, mme o go neile taolo mo go tsone tsotlhe; ke wena tlhogo ya gouta. Morago ga gago go tlaa tsoga bogosi jo bongwe jo bobotlana mo go wena; le bogosi jo bongwe jwa boraro e le jwa kgotlho, jo bo tlaa nnang le taolo mo lefatsheng lotlhe. Bogosi jwa bone bo tlaa nna thata jaaka tshipi; ka tshipi e thubaganya, e fenya dilo tsotlhe; le jaaka tshipi e e thugang dilo tse tsotlhe, bo tlaa thubaganya bo thuga jalo. “E re ka o bonye dinao le menwana ya tsone, ntlha nngwe e le letsopa la mmopi, le ntlha e nngwe e le tshipi, e tlaa nna bogosi jo bo kgaoganyeng; mme go tlaa nna mo go jone thata ya tshipi, ka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga. E re ka menwana ya dinao e ne e le tshipi ntlha nngwe, le letsopa ntlha nngwe, jalo fela bogosi bo tlaa nna thata ntlha nngwe, le ntlha nngwe bo nne sepha. Mme ereka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga, ba tlaa itlhakanya le losika lwa batho; mme ga ba ketla ba ngaparelana, fela jaaka tshipi e se ke e kgomaragana le letsopa. E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng. Ereka o bonye fa tshilo e kabotswe mo thabeng e seng ka diatla, le gone ya thubaganya tshipi, le kgotlho, le letsopa, le selefera, le gouta; Modimo o mogolo o itsisitse kgosi se se tlaa namang se dirafala, mme toro e tlhomame, le phuthololo ya yone ke ya mmaanete.”

Daniel 2:46-49

Foo kgosi Nebukatenesare a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a obamela Daniele, a laola gore ba mo isetse seromololo le tse di lonko lo monate. Kgosi ya fetola Daniele, ya re: “Ammaaruri Modimo wa lona ke Modimo wa medimo, le Morena wa dikgosi, le mosenodi wa tse di sa itsiweng, ka e le fa o ne o nonofile go senola bosaitseweng jo.” Foo kgosi ya baya Daniele mogolo, ya mo naya dineo tse dikgolo di le dintsi, ya mo dira molaodi wa kgaolo yotlhe ya lefatshe la Babilone, le tlhogo ya batlhale botlhe ba Babilone. Mme Daniele a lopa kgosi, mme ya tlhoma Shaterake, le Mešake, le Abetenego balaodi ba ditiro tsa kgaolo ya lefatshe la Babilone. Daniele ene a bo a le mo ntlong ya kgosi.

Daniel 3:1-7

Nebukatenesare kgosi a dira setshwantsho sa gouta, se le bogodimo jwa mabogo a le 60, le boatlhamo jwa mabogo a le marataro: a se tlhoma mo lobaleng lwa Dura, mo kgaolong ya Babilone. Foo Nebukatenesare kgosi a roma a ya go phutha dikgosana, le balaodisiwa, le balaodi, le baatlhodi le baboloki ba mahumo, le bagakolodi, le ditlhogo tsa maotlana, le balaodi botlhe ba dikgaolo tsa lefatshe, gore ba tle go kgakola setshwantsho se Nebukatenesare kgosi o se tlhomileng. Foo dikgosana, le balaodisiwa, le balaodi, le baatlhodi, le baboloki ba mahumo, le bagakolodi, le ditlhogo tsa maotlana, le balaodi botlhe ba dikgaolo tsa lefatshe, ba phuthegela kgakolo ya setshwantsho se Nebukatenesare kgosi o se tlhomileng; mme ba ema fa pele ga setshwantsho se Nebukatenesare kgosi o se tlhomileng. Foo mokui a kuela godimo, a re: “Lona ditšhaba, le merafe, le ba dipuo lo a laolwa, ga twe: Mogang lo utlwang tumo ya dinaka, le ditlhaka, le diharepe, le diphare, le dikwadi, le meropana, le diletso tsotlhe, lo wele fa fatshe, lo obamele setshwantsho sa gouta se Nebukatenesare kgosi o se tlhomileng. Le fa e le mang yo o sa weleng fa fatshe a se obamela, fela ka lobaka loo a latlhelwe mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang.” Ke gone ka lobaka loo, e rile ditšhaba tsotlhe di utlwa tumo ya dinaka, le ditlhaka, le diharepe le diphare, le meropa, le diletso tsotlhe, batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe, le ba dipuo, ba wela fa fatshe ba obamela setshwantsho sa gouta se Nebukatenesare kgosi o ne a se tlhomile.

Daniel 3:8-15

Ke gone, ya re ka lobaka loo Bakalatea bangwe ba atamela, ba naya Bajuta molato. Ba bua ba raya Nebukatenesare kgosi, ba re: “A kgosi a tshele ka bosakhutleng. Kgosi, o tlhomile molao wa go re mongwe le mongwe yo o utlwang tumo ya dinaka, le ditlhaka, le diharepe, le diphare, le dikwadi, le meropana, le diletso tsotlhe, a wele fa fatshe a obamele setshwantsho sa gouta. Le fa e le mang yo o sa weleng fa fatshe a se obamela, a latlhelwe mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang. Go na le Bajuta bangwe ba o ba laodisiteng ditiro tsa kgaolo ya Babilone e bong Shaterake, le Mešake, le Abetenego; banna bao, kgosi, ga ba a go tlhokomela; ga ba a direla medimo ya gago, le fa e le go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.” Foo Nebukatenesare a laola ka tšhakgalo le tšararego gore Shaterake, le Mešeke, le Abetenego ba leriwe kwa go ene. Foo ba lere batho bao fa pele ga kgosi. Nebukatenesare a bua, a ba raya, a re: “Lona, Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, a lo dira ka bomo, fa e bo ne ne lo sa direle modimo wa me jaana, lo sa obamele setshwantsho se ke se tlhomileng? Jaana fa e tlaa re lo utlwa tumo ya dinaka, le ditlhaka, le diharepe, le diphare, le dikwadi, le meropana le diletso tsotlhe, lo bo lo iketleeditse go wela fa fatshe lo obamela setshwantsho se ke se dirileng, go molemo; mme fa lo sa se obamele, lo tlaa latlhelwa ka lobaka loo fela mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang; mme modimo e be e le ofe o o tlaa lo gololang mo diatleng tsa me?”

Daniel 3:16-23

Shaterake, le Mešeke, le Abetenego ba fetola kgosi, ba re: “Nebukatenesare, ga re na tshwanelo ya go go fetola mo selong se. Fa go ka nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang, o nonofile go re golola mo bokepisong jo bo molelo, jo bo tukang; mme o tlaa re golola mo seatleng sa gago, kgosi. Fa go sa nna jalo, o tle o itse kgosi, fa re gana go direla medimo ya gago, le go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.” Foo Nebukatenesare a tlala tšararego, mme tebego ya sefatlhogo sa gagwe ya bo e fetogetse Shaterake, le Mešeke, le Abetenego; ke gone ka moo a bua, a laola gore ba gotedise bokepiso ga supa bogolo go tlwaelo ya jone go gotedisiwa ga gale. A laola banna bangwe ba diganka ba mephato ya gagwe, gore ba bofe Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, le go ba latlhela mo bokepisong jo bo molelo jo bo tukang. Foo banna bao ba bofelwa mo marukgweng a bone, le mo ditlhorong tsa bone, le mo dikobong tsa bone, le mo diaparong tse dingwe tsa bone, mme ba latlhelwa mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang. Ke gone ya re ka taolo ya kgosi e ne e ba potlakisa, le bokepiso bo ne bo le molelo thata, kgabo ya molelo ya bolaya banna bao ba ba tshotseng Shaterake, le Mešeke, le Abetenego. Banna ba bararo bao, Shaterake le Mešeke, le Abetenego, ba wela mo bokepisong jo bo molelo jo bo tukang ba bofilwe.

Daniel 3:24-27

Foo Nebukatenesare kgosi a gakgamadiwa, mme a nanoga ka potlako, a bua, a raya bagakolodi ba gagwe, a re: “A ga re a latlhela batho ba le bararo mo gare ga molelo, ba bofilwe?” Ba fetola kgosi, ba re: “Go ntse jalo, kgosi.” A fetola, a re: “Bonang, ke bona banna ba le bane ba ba sa bofiwang, ba tsamaya fela mo teng ga molelo, mme ga ba a utlwa botlhoko bope; ponalo ya wa bone e ntse jaaka ya mongwe morwa medimo.” Foo Nebukatenesare a atamela mojako wa bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang; a bua, a re: “Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, lona batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, tswang lo tle kwano.” Foo Shaterake, le Mešeke, le Abetenego ba tswa mo gare ga molelo. Dikgosana, le balaodisiwa, le balaodi, le bagakolodi ba kgosi, ka ba ne ba phuthegile, ba bona banna bao, go re, molelo o ne o se na thata epe mo mebeleng ya bone, le go re moriri wa ditlhogo tsa bone o ne o sa baboga, le go re, marukgwe a bone a ne a sa fetoga, le go re go ne go se na monkgo wa molelo mo go bone.

Daniel 3:28-30

Nebukatenesare a bua, a re: “A go bakweng Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, o o romileng moengele wa one, mme wa golola batlhanka ba one ba ba ikantseng mo go one, mme ba fetotse lefoko la kgosi, ba ineetse ka mebele ya bone gore ba se direle modimo ope, le fa e le go o obamela, fa e se Modimo o e leng wa bone fela. “Ke gone ke dira molao wa go re, ba sešaba sengwe le sengwe, le ba morafe monwe le mongwe, le ba puo nngwe le nngwe, ba ba ka buang sengwe se se sokameng ka ga Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, ba remaganngwe, le matlo a bone a dirwe dithotobolo, ka gonne ga go na modimo ope o sele o o nonofileng go golola ka fa mokgweng o o ntseng jaana.” Foo kgosi ya baya Shaterake, le Mešeke, le Abetenego kwa pele mo kgaolong ya Babilone.

Daniel 4:1-3

“Ke le kgosi Nebukatenesare, ke kwalela ditšhaba tsotlhe, le merafe yotlhe, le ba dipuo tsotlhe, ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe, ka re: A kagiso e lo totafalele. Go nkgatlhile go bolela ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo wa Mogodimodimo o di ntiretseng. “Ana ditshupo tsa one di dikgolo jang! Dikgakgamatso tsa one di bonatla jang! Bogosi jwa one ke bogosi jo bo sa khutleng, puso ya one e ya mo tshikatshikeng.

Daniel 4:17

“ ‘Katlholo eo, e ka taolo ya balebedi, le topo eo e ka lefoko la baitshepi; e le gore batshedi ba tle ba itse fa Mogodimodimo a busa mo bogosing jwa batho, mme o tlaa a bo neye mongwe fela, yo o mo ratang a bo tlhomele motho yo o nyatsegang fela.’

Daniel 4:25

ya go re: O tlaa lelekwa mo bathong, mme boago jwa gago bo tla nna le diphologolo tsa naga, o tlaa fudisiwa bojang jaaka dikgomo, o tlaa kolobediwa ke monyo wa legodimo, mme o tlaa fetwa ke metlha e supa; go tsamaya o itse fa Mogodimodimo a busa mo bogosing jwa batho, mme o tle a bo neye mongwe fela yo o mo ratang.

Daniel 4:27

Ke gone kgosi, a kgakololo ya me e amogelesege mo go wena, mme o khutlise maleo a gago ka tshiamo, le maikepo a gago ka go iponatsa boutlwelobotlhoko mo bahumaneging; fa ekare kgotsa go ka nna go lelefatsa kagiso ya gago.”

Daniel 4:28-33

Tsotlhe tse tsa tla mo kgosing Nebukatenesare. E rile kwa bofelong jwa dikgwedi di le 12 a bo a tsamayatsamaya mo ntlong ya gagwe ya segosi mo Babilone. Kgosi ya bua, ya re: “A ga se one Babilone o mogolo, o ke o agileng gore o nne boago jwa segosi, ka bonatla jwa thata ya me, le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa me?” E rile lefoko le sa ntse le le mo molomong wa kgosi, ga fologa lentswe kwa legodimong, la re: “Kgosi Nebukatenesare, ke wena yo o rewang: Bogosi bo tlogile mo go wena. O tlaa lelekwa mo bathong, le boago jwa gago bo tlaa nna le diphologolo tsa naga; o tlaa fudisiwa bojang jaaka dikgomo, mme o tlaa fetwa ke metlha e supa; go tsamaya o itse fa Mogodimodimo a busa mo bogosing jwa batho, mme o tle a bo neye mongwe fela yo o mo ratang.” Selo seo sa dirafalela Nebukatenesare fela ka nako eo: A lelekwa mo bathong, a hula bojang jaaka dikgomo, mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa legodimo, moriri wa gagwe wa ba wa tla wa gola wa nna jaaka diphuka tsa ntswi yo motona, le dinala tsa gagwe jaaka menoto ya dinonyane.

Daniel 4:34-37

E rile metlha eo e sena go feta, nna Nebukatenesare ka tsholeletsa matlho a me legodimong, mme tlhaloganyo ya me ya boela mo go nna, ka baka Mogodimodimo, ka boka ka ba ka tlotla yo o tshelang ka bosakhutleng; gonne puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, le bogosi jwa gagwe ke jo bo yang mo tshikatshikeng. Banni botlhe ba lefatshe ba kaiwa jaaka ba se sepe; mme o dira ka fa go rateng ga gagwe mo ntweng ya legodimo, le mo banning ba lefatshe; mme ga go na ope yo o ka thibang seatla sa gagwe, kgotsa a mo raya a re: “O dirang?” “Tlhaloganyo ya me ya boela mo go nna ka baka loo; le borena jwa me jwa boela mo go nna le phatsimo ya me, ka ga kgalalelo ya bogosi jwa me; le bagakolodi ba me le bagolwane ba me ba mpatla; mme ka tlhomama mo bogosing jwa me, ka ba ka okelediwa bogolo jo bo feteletseng. “Jaana nna Nebukatenesare ka baka Kgosi ya legodimo, ke ba ke e godisa ke e tlotla; gonne ditiro tsotlhe tsa yone di boammaaruri, mme le ditsela tsa yone di tekatekanyo; ba ba sepelang mo pelafalong o nonofile go ba isa tlase.”

Daniel 5:11

Go na le monna mongwe mo bogosing jwa gago, yo mowa wa medimo e e itshepileng o mo go ene; mme e rile mo metlheng ya ga rraago ga fitlhelwa mo go ene lesedi, le tlhaloganyo, le botlhale jo bo tshwanang le botlhale jwa medimo; mme kgosi Nebukatenesare rraago, ka re, kgosi rraago, a mo dira mogolo wa baitseanape le dingaka, le Bakalatea, le baloi;

Daniel 5:18-21

“Kgosi, aitse Modimo wa Mogodimodimo o kile wa naya Nebukatenesare rraago bogosi, le bogolo, le kgalalelo, le borena. Ya re ka ntlha ya bogolo jo o bo mo neileng, batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe, le ba dipuo ba roroma, ba boifa fa pele ga gagwe, a bolaya ba o ratang go ba bolaya, a rekegela ba o ratang go ba rekegela; a godisa ba o ratang go ba godisa, mme a isa tlase ba o ratang go ba baya tlase. Mme e rile pelo ya gagwe e goletsegile, le mowa wa gagwe o thatafetse a ba a tla a dira ka bokaka, a pagololwa mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme ba mo tseela kgalalelo ya gagwe. A lelekwa mo baneng ba batho; pelo ya gagwe ya ediwa ya diphologolo, le boago jwa gagwe jwa nna mo dieseleng tsa naga; a hudisiwa bojang jaaka dikgomo, mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa legodimo; ga tsamaya a itse fa Modimo o o Mogodimodimo o busa mo bogosing jwa batho, le go re, o bo laodisa mongwe fela yo o mo ratang.

Daniel 5:22-31

“Mme wena Belešasare morwawe, ga o a ikokobetsa pelo, le fa o ne o itsile dilo tsotlhe tse. O ikgodiseditse Morena wa legodimo; mme ba lerile dijana tsa ntlo ya gagwe fa pele ga gago, mme wena, le bagolwane ba gago, le basadi ba gago, le bagadingwana ba gago lo nwetse bojalwa jwa mofine mo go tsone; o bakile medimo ya selefera, ya gouta, ya kgotlho, ya tshipi, ya logong le ya lentswe, e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa itseng; mme Modimo o go hema ga gago go leng mo seatleng sa one, le o ditsela tsotlhe tsa gago di leng tsa one, ga o a o galaletsa. Foo ntlha nngwe ya seatla ya rongwa e tswa fa pele ga one, mme ga kwalwa lokwalo lo. “Lokwalo lo lo kwadilweng ke lo, ga twe: ‘MENE, MENE, TEKELE, UFARESINE.’ Phuthololo ya selo se ke e: MENE: Modimo o sekaseka bogosi jwa gago, mme o bo khutlisitse. TEKELE: O lekantswe mo dilekanyong tsa pego, mme o fitlhetswe o tlhaetse. PERESE: Bogosi jwa gago bo kgaogantswe, mme bo neilwe Bamete le Baperesia.” Foo Belešasare a laola, mme ba apesa Daniele bohibidu jo bo mokgona, ba baya mpolokwane wa gouta mo thamong ya gagwe, ba kua ka ga gagwe, ba re: “Ke ene molaodi wa boraro mo bogosing.” E rile mo bosigong joo fela Belešasare kgosi ya seKalatea a bolawa. Mme Dario wa Momete a tsaya bogosi, a le dinyaga e ka ne e le 62.

Daniel 6:1-9

Ga kgatlha Dario go naya dikgosana di le lekgolo le masome mabedi taolo mo bogosing, e le ba ba tlaa nnang le taolo go ya le bogosi jotlhe fela. Mo godimo ga bone ga bewa balaodi ba le bararo, ba Daniele e ne e le mongwe wa bone; e le gore dikgosana tseo di ise mafoko kwa go bone, gore kgosi e tle e se ka ya senyegelwa gope. Foo Daniele yo, a nna thwadi mo balaoding le dikgosana, ka gonne go ne go le mowa o o dimang mo go ene; mme kgosi ya bo e gopotse go mo naya taolo mo bogosing jotlhe fela. Foo balaodi ba bangwe le dikgosana ba leka go bona seipato sa go baya Daniele molato ka ga bogosi; mme ba se ka ba bona seipato le fa e le molato; gonne o ne a le boikanngo, mme go ne go sa fitlhelwe timelo le fa e le molato mo go ene. Foo banna bao ba bua, ba re: “Ga re ketla re bona seipato sepe ka ga Daniele yo, fa re sa se bone ka ga gagwe ka fa molaong wa Modimo wa gagwe.” Foo balaodi bao ba na le dikgosana ba phuthegela kwa kgosing, mme ba bua jaana le kgosi, ba re: “Kgosi Dario, tshela ka bosakhutleng. Ditlhogo tsotlhe tsa bogosi, le balaodisiwa, le dikgosana, le bagakolodi, le balaodi ba gakololanye mmogo go tlhoma molao wa segosi, le gore go dirwe kiletso e e thata ya go re: Le fa e le mang yo o tlaa rapelang modimo mongwe, le fa e le motho mongwe, ka malatsi a le 30, fa e se wena kgosi fela, a latlhelwe mo mongobong wa ditau. Jaana kgosi, tlhomamisa kiletso, mme o kwale leina la gago mo lokwalong lo, gore lo se ka lwa fetolwa ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.” Ke gone kgosi Dario o ne a kwala leina la gagwe mo lokwalong, le mo kiletsong.

Daniel 6:10-15

E rile Daniele a itse fa lokwalo lo beilwe leina, a tsena mo ntlong ya gagwe; jaana diipone tsa ntlwana ya gagwe di ne di bulegile, tse di ntlheng e e lebileng Jerusalema; mme a khubama ka mangole gararo ka letsatsi, a rapela, a leboga fa pele ga Modimo wa gagwe, jaaka a ne a tle a dire gale. Foo banna bao ba phuthega, ba fitlhela Daniele a dira morapelo le mokokotlelo fa pele ga Modimo wa gagwe. Foo ba atamela, mme ba bua fa pele ga kgosi ka ga kiletso ya kgosi; ba re: “A ga o a kwala leina la gago mo kiletsong, gore mongwe le mongwe yo o tlaa rapelang modimo mongwe kgotsa motho, go ise go fete malatsi a le masome mararo, fa e se wena kgosi, a latlhelwe mo mongobong wa ditau?” Kgosi ya ba fetola ya re: “Ke boammaaruri fela ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.” Foo ba fetola kgosi ba re: “Daniele yo, yo e leng wa bana ba botshwaro jwa Juta, ga a go tlhokomele, kgosi, le fa e le kiletso e o e beileng leina la gago, mme o dira morapelo wa gagwe gararo ka letsatsi.” Foo kgosi ya re e sena go utlwa mafoko a, ya gakala thata, mme ya tswela Daniele pelo ya go mo golola; mme ya leka ka thata go mo golola letsatsi la ba la tla la phirima. Foo banna bao ba phuthegela kwa kgosing, ba raya kgosi ba re: “Itse kgosi, fa e le molao wa Bamete le Baperesia, go re ga go na kiletso epe, le fa e le taolo epe e kgosi e e tlhomamisitseng e e ka bang ya fetolwa.”

Daniel 6:16-18

Foo kgosi ya laola, mme ba lere Daniele, ba mo latlhela mo mongobong wa ditau. Mme kgosi ya bua le Daniele, ya re: “Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, o tlaa go golola.” Ga leriwa letlapa, la bewa mo molomong wa mongobo; mme kgosi ya le kanela ka sekanelo sa yone, le ka sekanelo sa bagolwane ba yone; gore go se ka ga fetolwa sepe ka ga Daniele. Foo kgosi ya ya kwa ntlong ya yone, ya lala e ithibile mo dijong; le gone ga se ka ga leriwa dilo tsa diletso fa pele ga yone, mme boroko jwa tloga mo go yone.

Daniel 6:19-23

Foo kgosi ya tsoga ka makuku, ya ya ka potlako kwa mongobong wa ditau. Ya re e atamela fa mongobong kwa go Daniele, ya bitsa ka lentswe la khutsafalo; kgosi ya bua, ya raya Daniele ya re: “Daniele we, motlhanka wa Modimo o o tshedileng, a Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, a o nonofile go go golola mo ditaung?” Foo Daniele a raya kgosi, a re: “Kgosi, tshela ka bosakhutleng. Modimo wa me o romile moengele wa one, mme o momisitse ditau melomo, ga di a ntshenya gope; gonne fa pele ga one ga fitlhelwa bosenangmolato mo go nna; le gone fa pele ga gago, kgosi, ga ke a senya sepe.” Foo kgosi ya itumela thata, mme ya laola gore ba ntshe Daniele mo mongobong. Mme Daniele a ntshiwa mo mongobong, mme ga se ka ga fitlhelwa tshenyego epe mo go ene, ka a ne a ikantse Modimo wa gagwe.

Daniel 6:24-28

Kgosi ya laola, mme ba lere banna bale ba ba beileng Daniele molato, ba ba latlhela mo mongobong wa ditau, bone le bana ba bone, le basadi ba bone; mme ditau tsa ba fenya, tsa ba robaka marapo, ba ise bo ba fitlhe kwa tlase ga mongobo. Foo kgosi Dario a kwalela ba ditšhaba tsotlhe, le ba merafe, le ba dipuo, ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe; a re: “A kagiso e lo totafalele. Ke dira taolo, gore mo pusong yotlhe ya bogosi jwa me batho ba rorome ba boife fa pele ga Modimo wa ga Daniele; gonne ke one Modimo o o tshedileng, o o tlhomameng ka bosakhutleng, le bogosi jwa one ke jo bo se ketlang bo senngwa, le puso ya one e tlaa nna fela le go ya kwa bokhutlong. O a golola, o falodise, o dire ditshupo le dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng; ke one o o golotseng Daniele mo thateng ya ditau.” Jalo Daniele yo, a tlhogonolofala mo mmusong wa ga Dario, le mo mmusong wa ga Kurose wa Moperesia.

Daniel 7:14

A newa puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle; puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, e e se ketlang e feta, le bogosi jwa gagwe ke jo bo se ketlang bo senngwa.

Daniel 7:17-18

‘Ditshedi tse ditona tseo tse nne, ke dikgosi di le nne, tse di tlaa tsogang mo lefatsheng. Baitshepi ba Mogodimodimo ba tlaa amogela bogosi, ba tlaa rua bogosi ka bosakhutleng e bong ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’

Daniel 7:19-20

“Foo ka eletsa go itse boammaaruri ka ga setshedi sa bone, se se sa tshwaneng le tse dingwe tsotlhe, e le se se boitshegang thata, se meno a sone a neng e le tshipi, le dinala tsa sone kgotlho; se se neng se suputsa, se robaka, se gataka mo go setseng ka maroo a sone. Ka ga dinaka tse some tse di mo tlhogong ya sone, le lonaka lo longwe lo lo tlhogileng, lo tse tharo di wetseng fa pele ga lone; e bong lonaka lo lo nang le matlho, le molomo o o buang dilo tse dikgolo, le go leba ga lone go ne go le gogolo bogolo go dilekane tsa lone.

Daniel 7:23-24

“A bua jaana, a re: ‘Setshedi sa bone e tlaa nna bogosi jwa bone mo lefatsheng, jo bo tlaa nnang bo sele mo magosing otlhe, mme bo tlaa suputsa lefatshe lotlhe, bo tlaa le gataka, bo le thubaganya. Ka ga dinaka tse some, dikgosi di le some di tlaa tsoga mo bogosing jo; e nngwe e tlaa tsoga morago ga tsone; e tlaa nna e sele mo go tsa pele, mme e tlaa gatela dikgosi di le tharo.

Daniel 7:25-26

E tlaa bua mafoko a a nyatsang Mogodimodimo, e tlaa lapisetsa ruri baitshepi ba Mogodimodimo; e tlaa solofela go fetola metlha le molao; mme ba tlaa tsenngwa mo seatleng sa yone go ba go tla ga feta motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha. “ ‘Tsheko e tlaa dula, mme ba tlaa e tlosetsa puso, go e nyeletsa le go e senya go ya kwa bokhutlong.

Daniel 7:27

Mme bogosi le puso, le bogolo jwa magosi a a tlase ga legodimo lotlhe, bo tlaa newa ba ga bone baitshepi ba Mogodimodimo; bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo sa khutleng, le dipuso tsotlhe di tlaa mo direla, di ineela mo go ene.’

Daniel 11:27

Ka ga dikgosi tse tsoo pedi, pelo tsa tsone di tlaa bo di laotse go senya, di tlaa bua maaka fa lomating lo le longwe fela lwa bojelo; mme ga go ketla go tlhogonolofala; gonne bokhutlo bo tlaa nama bo nna ka lobaka lo lo laotsweng.

Daniel 12:1

“E tlaa re mo motlheng oo go tlaa ema Mikaele, kgosana e kgolo e e emelang bana ba batho ba gaeno; go tlaa nna motlha wa khuduego, o e sa leng ka go nna morafe le go tla mo go lone lobaka loo, go ise go ke go nne ope o o ntseng jalo; mo motlheng oo batho ba gaeno ba tlaa gololwa, mongwe le mongwe yo o tlaa fitlhelwang a kwadilwe mo lokwalong.

Hosea 8:4

“Ba tlhomile dikgosi, mme e seng ka nna; ba dirile dikgosana ke sa go itse; ba itiretse medimo ya disetwa ka selefera sa bone le gouta ya bone, gore ba tle ba kgaolwe.

Hosea 13:9-11

“Ke tshenyego ya gago Iseraele, fa e bo ne ne o tlhabana le nna jaana, o tlhabana le mothusi wa gago. Kgosi ya gago e kae jaana, gore e tle e go boloke mo metseng yotlhe ya gago; le baatlhodi ba gago, ba o buileng ka ga bone, wa re: ‘Nnayang kgosi le dikgosana’? Ka go naya kgosi mo bogaleng jwa me, mme ke e tlositse mo kgakalong ya me.

Jonah 3:5-8

Mme batho ba Ninefe ba dumela Modimo; mme ba laola gore go ikidiwe dijo; ba apara letsela la kgetse go simolola ka yo mogolo mo go bone, go ya fela kwa go yo mmotlana mo go bone. Mafoko ao a ya a fitlha kwa kgosing ya Ninefe, mme ya nanoga mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola kobo ya yone e tona, ya apara letsela la kgetse, ya dula mo moloreng. Ya opa mokgosi, ya kua mo motseng otlhe wa Ninefe ka taolo ya kgosi le ya bagolwane ba yone, go twe: “A go se nne motho ope yo o isang sepe mo ganong, le fa e le setshedi sa matlhape, le fa e le sa letsomane; a di se hule le fa e le go nwa metsi. A go ikhurumediwe ka letsela la kgetse, motho le setshedi, mme go goelediwe Modimo ka thata, ee, a mongwe le mongwe a sokologe mo tseleng ya gagwe e e bosula, le mo thubakong e e mo diatleng tsa bone.

Micah 3:1-3

Ke rile: Ke a lo rapela, utlwang lona ditlhogo tsa ba Jakobe, le balaodi ba ntlo ya Iseraele. A ga se tiro ya lona go itse katlholo? Ba lo ilang molemo, lo rata bosula; ba lo ba khumolotseng letlalo le nama mo marapong a bone; ba ba bileng ba ja nama ya batho ba me, mme ba ba tswatolotsa letlalo, ba ba roba marapo; ee, ba ba remaganya, jaaka e kete go tsenngwa mo pitseng, le jaaka nama e e mo teng ga pitsa e tona.

Micah 3:9-10

Ke a lo rapela, lo utlwe se, lona ditlhogo tsa ba ntlo ya ga Jakobe, le lona balaodi ba ntlo ya Iseraele, ba lo tlhoang katlholo, lo sokamisa tekatekanyo. Ba aga Sione ka madi a batho, le Jerusalema ka tshiamololo.

Micah 4:3

O tlaa atlhola fa gare ga ditšhaba di le dintsi, o tlaa kgalemela merafe e e thata e e kwa kgakala; mme ba tlaa thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tse di segang mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe o mongwe tšhaka, le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta ntwa gope.

Micah 5:2

“Wena Bethelehema Eferatha, yo o leng mmotlana mo go makgolokgolo a Juta, mo go wena go tlaa ntswela mongwe yo o tlaa nnang molaodi mo Iseraele; yo matso a gagwe a sa leng a nna a bogologolo, e bong ka go se nang tshimologo.”

Zechariah 14:9

Jehofa o tlaa nna kgosi ya lefatshe lotlhe; mo motlheng oo, o tlaa nna mongwe fela, le leina la gagwe lengwe fela.

Zechariah 14:16-19

Go tlaa dirala go re, mongwe le mongwe yo o setseng wa merafe yotlhe e e neng e tsile go tlhasela Jerusalema, o tlaa ya ka ngwaga le ngwaga go obamela Kgosi, Jehofa wa masomosomo, le go dira modiro wa diobo. Go tlaa dirala, go re, le fa e le mang wa ditshika tsa lefatshe yo o sa tlhatlogelang kwa Jerusalema a ya go obamela Kgosi, Jehofa wa masomosomo, ga go ketla go nna pula mo ga bone. Fa losika lwa Egepeto lo sa tlhatloge, mme ba sa tle, le mo go bone ga e ketla e na; go tlaa nna sebetso se Jehofa o tlaa betsang ka sone merafe e e sa yeng go dira modiro wa diobo. E tlaa nna yone petso ya Egepeto, le petso ya merafe yotlhe e e sa yeng go dira modiro wa diobo.

Matthew 2:1-6

Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema ba re: “O fa kae yo o tsetsweng, Kgosi ya Bajuta? Gonne re bonye naledi ya gagwe re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.” E rile kgosi Herote a utlwa jalo a fuduega, le motse otlhe wa Jerusalema nae. Mme a phutha baperesiti ba bagolo botlhe, le bakwaledi ba batho, a ba botsa kwa go tulweng Keresete o tlaa tsalelwa teng. Ba mo raya ba re: “Mo Bethelehema wa Jutea; gonne go kwadilwe jalo ke moperofeti a re: ‘Wena Bethelehema, lefatshe la Juta, ga o mmotlana gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi, yo o tlaa nnang modisa wa batho ba me Baiseraele.’ ”

Matthew 2:13-15

Jaana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.” Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe bosigo, a ya Egepeto; Mme a nna teng, ga tsamaya Herote a swa; gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moperofeti a re: “Ke biditse morwaake a le kwa Egepeto.”

Matthew 2:16

Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one.

Matthew 4:8-10

Gape diabolo a mo isa kwa thabeng e e godileng thata, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe, le kgalalelo ya one. Mme a mo raya a re: “Dilo tsotlhe tse ke tlaa di go naya, fa o ka wela fa fatshe wa nkobamela.” Foo Jesu a mo raya a re: “Tloga o ye koo Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene esi yo o tlaa mo direlang.’ ”

Matthew 6:24

“Ga go na motho ope yo o ka direlang barena ba le babedi; ka a tlaa ila yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe a ngaparele yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.

Matthew 7:12

“Ke gone tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo; gonne mo ke molao le baperofeti.

Matthew 10:17-20

Lo itise mo bathong; gonne ba tlaa lo neela ditshekong, ba tlaa lo seola mo matlong a bone a thuto. Ee, lo tlaa isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go tla lo nna tshupo mo go bone le mo go Baditšhaba. Mme e re mogang ba lo neelang mo ditshekong, lo se ka lwa tlhobaelela gore lo tlaa bua jang, le gore lo tlaa bua eng; gonne lo tlaa newa mo lobakeng loo fela se lo tlaa se buang. Gonne e bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa wa ga Rraeno o o buang mo go lona.

Matthew 10:23

E re ba lo bogisa mo motseng o, lo tshabele mo go o o tlhomaganyeng nao, gonne ammaaruri ke a lo raya: Lo tlaa re lo ise lo wetse go ralala metse ya Iseraele, Morwa Motho a ba a bile a tsile.

Matthew 14:1-2

E rile ka lobaka loo molaodi Herote a utlwela tumedi ka ga Jesu. Mme a raya batlhanka ba gagwe a re: “Yo ke Johane Mokolobetsi; o tsogile mo baswing; ke gone ka fa dinonofo tse, di dirang mo go ene ka teng.”

Matthew 14:3-11

Gonne Herote o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodiase, mosadi wa ga Filipo morwa rraagwe. Gonne Johane o ne a mo reile a re: “Ga o a letlelelwa go nna nae.” Mme a eletsa go mmolaya, mme a boifa batho, ka ba ne ba mo kaya fa e le moperofeti. E rile go fitlha letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodiase a bina mo modirong, mme a kgatlha Herote. Foo a mo solofetsa ka ikano a re, se o tlaa se mo lopang o tlaa se mo naya fela. Ene ka a laetswe ke mmaagwe a re: “Nnaya fela fano tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi ka mogotšana jaana.” Kgosi ya hutsafala; le fa go ntse jalo ya laola gore a e newe, ka ntlha ya maikano a yone, le ka ntlha ya ba ba jang nayo. Mme a roma batho, ba ya ba kgaola Johane tlhogo mo ntlong ya kgolegelo. Tlhogo ya gagwe ya leriwe ka mogotšana, ya newa morweetsana; ene a e isa kwa go mmaagwe.

Matthew 17:24-27

E rile ba sena go fitlha mo Kaperenaume, ba ba amogelang lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba re: “A moruti wa lona ga a ntshe lekgetho la tempele?” A re: “Ee, o a le ntsha.” Ya re a tsena mo ntlong, Jesu a mo raka ka go bua, a re: “Simone o gopola jang? Ana dikgosi tsa lefatshe di amogela sehuba, kgotsa lekgetho mo go bomang? A ke mo go bomorwaa tsone, kgotsa mo baennyeng?” Mme ya re a re: “Mo baennyeng,” Jesu a re: “Fa e le jalo bomorwaa tsone ba gololosegile. Le fa go ntse jalo, a re se ba kgopise; ya lewatleng, o konopele kobe, o tseye tlhapi e e tlhatlogang pele; mme o tlaa re o sena go e atlhamolosa molomo, o tlaa fitlhela ledi la bošeleng ba ba bošeleng ba ba 8; tsaya lone leo, o le ba neye, e le la me nao.”

Matthew 22:17-21

Ke gone re bolelele gore o gopola eng? A go siame go kgethela Kaesare, kgotsa nnyaa?” Jesu a lemoga bolotsana jwa bone a re: “Lo ntalelelang, baitimokanyi ke lona? Ntshupetsang ledi la lekgetho.” Ba lere thušeleng kwa go ene. Mme a ba raya a re: “Setshwantsho se, le sekwalo se, ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Kaesare.” Foo a ba raya a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.”

Matthew 23:34

Ke gone bonang, ke roma baperofeti, le babotlhale le bakwadi, kwa go lona. Bangwe ba bone lo tlaa ba bolaya lo ba bapola; bangwe ba bone lo tlaa ba seola mo matlong a lona a thuto, lo ba bogisa go tswa motseng go ya motseng o mongwe,

Matthew 24:6-9

Mme lo tlaa utlwela dintwa, le medumo ya dintwa; lo bone gore lo se ka lwa kgoberega, gonne dilo tse di na le go dirafala; mme e bo e ise e nne bokhutlo. Gonne morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; go tlaa nna meswele, le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe. Dilo tsotlhe tse, ke tshimologo ya botlhoko jwa pelega. “Ke gone ba tlaa lo tsenyang mo dipitlaganong, ba lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke merafe yotlhe, ka ntlha ya leina la me.

Matthew 26:59-60

Jaana ditlhogo tsa baperesiti, le lekgotla lotlhe, ba batla tshupo ya kako ka ga Jesu, gore ba mmolaye. Mme ba se ka ba e bona, le fa go ne go tsile bapateletsi ba le bantsi. Kwa morago ga tla ba le babedi,

Matthew 26:67-68

Foo ba mo kgwela mathe mo sefatlhogong, ba mo tlhanya; ba bangwe ba mo phaila ka diatla ba re: “Re perofesetse Keresete ke wena, o batotswe e mang?”

Matthew 27:11-14

Jaana Jesu a ema fa pele ga molaodi; mme molaodi a mmotsa a re: “A o Kgosi ya Bajuta?” Mme a re: “Ke nna yone.” Ya re a newa molato ke ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane, a se ka a fetola ka lepe. Foo Pilato a mo raya a re: “A ga o utlwe dilo tse dintsi tse ba di supang ka ga gago?” A se ka a mo fetola ka lepe, le fa e le ka lefoko le le lengwe fela; molaodi a ba a tla a gakgamala thata.

Matthew 27:27-31

Foo batlhabani ba molaodi ba isa Jesu kwa kgotleng ya molaodi, ba phuthela mophato otlhe kwa go ene. Ba mo swatola diaparo, ba mo apesa kobo e khibidu. Ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba tsenya lotlhaka mo seatleng sa gagwe se se siameng; ba khubama fa pele ga gagwe, ba mo sotla ba re: “Dumela Kgosi ya Bajuta!” Ba mo kgwela mathe, ba tsaya lotlhaka, ba mo gatla mo tlhogong. Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo, ba mo apesa diaparo tsa gagwe, ba mo gogela koo, ba ya go mmapola.

Matthew 27:37

Fa godimo ga tlhogo ya gagwe ba pega lokwalo lo lo supang molato wa gagwe, lwa re: “YO, KE KGOSI YA BAJUTA”.

Matthew 27:42

“O ntse a nna a boloka ba bangwe; o retelelwa ke go ipoloka ka esi. Ke ene Kgosi ya Iseraele; a a ke a fologe jaana mo mokgorong, mme re tlaa mo dumela.

Matthew 28:18

Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.

Mark 1:14-15

Jaana e rile Johane a sena go golegwa, Jesu a tla mo Galilea, a rera Mafoko a a Molemo a Modimo, a re: “Lobaka lo fitlhile, e bile bogosi jwa Modimo bo atametse; ikwatlhayeng, lo dumele Mafoko a a Molemo.”

Mark 6:14-16

Mme kgosi Herote a utlwa, gonne leina la ga Jesu le ne le setse le itsege; mme a re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo losong, ke gone dinonofo tse, di dirang mo go ene.” Bangwe ba re: “Ke Elija,” ba bangwe ba re: “Ke moperofeti fela; o ntse jaaka mongwe wa baperofeti.” Mme Herote ene o rile a utlwa a re: “Ke Johane yo ke mo kgaotseng tlhogo, o tsogile.”

Mark 6:17-28

Gonne Herote ka esi o ne a bo a kile a roma batho ba ya go tshwara Johane, a mo golega a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herotiase mosadi wa ga Filipo monnawe, ka a mo nyetse. Gonne Johane o na a reile Herote a re: “Ga o a letlelelwa go nyala mosadi wa ga monnao.” Mme Herotiase a itira mmaba wa gagwe, a eletsa go mmolaya; mme a retelelwa, ka gobo Herote a boifa Johane, a itse fa e le motho yo o siameng, a le boitshepo, mme a mo dibela. Mme e ne e tle e re a mo utlwa a akabale thata, a mo utlwe ka boitumelo. Mme e rile go fitlha letsatsi le le laotsweng, la go tlotla botsalo jwa ga Herote, a direla dikala tsa gagwe, le beng ba mephato, le magosana a Galilea modiro; mme ya re morwadia Herotiase ka esi a tsena, a bina, a kgatlha Herote le ba ba dutseng nae ba a ja; mme kgosi ya raya morweetsana ya re: “Ntopa fela se o se ratang, mme ke tlaa se go naya.” A ba a mo ikanela a re: “Se o tlaa se ntopang fela, ke tlaa se go naya, le fa e ka nna bontlhanngwe jwa bogosi jwa me.” Mme a tswa, a ya a raya mmaagwe a re: “Ke tlaa lopa eng?” Ene a re: “Lopa tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.” Mme a itlhaganelela kwa kgosing, a lopa a re: “Ke rata gore o nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi fela jaanong jaana ka mogotšana.” Mme kgosi ya hutsafala thata; le fa go ntse jalo e se ka ya gana, ka ntlha ya maikano a yone, le ka ntlha ya ba ba dutseng ba ja nayo. Mme kgosi ya akofa ya roma leotlana la yone, ya laola gore tlhogo ya gagwe e tlisiwe; mme la ya la mo kgaola tlhogo a le mo ntlong ya kgolegelo. La tlisa tlhogo ya gagwe ka mogotšana, la e naya morweetsana; mme morweetsana a e naya mmaagwe.

Mark 12:14-17

Ya re ba sena go fitlha ba mo raya ba re: “Moruti, re a itse fa o le boammaaruri, o sa re ope sepe; gonne ga o tlhokomele bomangmang jwa batho, mme o bolela tsela ya Modimo ka bommaanete; a go letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa? A ke re ntshe lekgetho kgotsa re se ka ra le ntsha?” Ene, ka a itse boitimokanyo jwa bone, a ba raya a re: “Lo nthaelelang? Nteretseng thušeleng gore ke e bone.” Ba e lere. A ba raya a re: “Setshwano se le sekwalo, ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Kaesare.” Jesu a ba raya a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Mme ba mo gakgamalela thata.

Mark 13:7-8

Mme lo tlaa re lo utlwela dintwa, le medumo ya dintwa, lo ise ka lwa fuduega; dilo tse di na le go dirafala fela; mme e tlaa bo e ise e nne bokhutlo. Gonne morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bogosi; go tlaa nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe; go tlaa nna meswele; mme dilo tse e be e le tshimologo ya metlotsedi.

Mark 13:9-11

“Lo itise, gonne ba tlaa lo neela mo makgotleng; lo tlaa bediwa mo matlong a thuto; lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone. Mme Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele. Mme e tlaa re ba lo gogela kwa ditshekong, ba lo neela balaodi, lo se ka lwa tlhobaelela pele se lo tlaa se buang; fela se lo tlaa se newang mo nakong eo, lo bue sone fela, gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang, e tlaa bo e le Mowa o o Boitshepo.

Mark 14:53-56

Mme ba gogela Jesu kwa moperesiting yo mogolo; mme ga phuthega nae ditlhogo tsotlhe tsa baperesiti le bagolwane le bakwadi. Petere le ene o ne a latetse Jesu a le kgakala nae, a ba a tsenela kwa teng ga lolwapa lwa moperesiti yo mogolo; mme a bo a dutse le maotlana, a ikomosa mo leseding la molelo. Jaana ditlhogo tsa baperesiti, le botlhe ba lekgotla ba batla tshupo ka ga Jesu, gore ba tle ba mmolaye; mme ba se ka ba e bona. Gonne batho ba le bantsi ba ne ba supa ditshupo tsa kako ka ga Jesu; ditshupo tsa bone tsa bo di sa supele gongwe.

Mark 14:63-65

Moperesiti yo mogolo a ikgagola diaparo a re: “Re sa dirang ka basupi? Lo e utlwile tlhapatso eo; lo gopola jang?” Mme ba mo sekisa botlhe fela ba re: “O tshwanetse go swa.” Bangwe ba simolola go mo kgwela mathe, le go mmipa sefatlhogo, go mo tlhanya, le go mo raya ba re: “Perofesa;” le maotlana a mo tshola ka go mo phaila ka diatla.

Mark 15:1-5

E rile bosigo boo sa, ditlhogo tsa baperesiti di na le bagolwane le bakwadi, le botlhe ba lekgotla, ba epa pitso, mme ba golega Jesu, ba mo tlosa, ba ya go mo neela Pilato. Mme Pilato a mmotsa a re: “A o kgosi ya Bajuta?” Mme a mo fetola a re: “O a bolela.” Ditlhogo tsa baperesiti tsa mo naya melato ya dilo di le dintsi. Pilato a ba a mmotsa gape a re: “A ga o fetole ka lepe? Bona dilo tse dintsi tse ba go nayang melato ka ga tsone.” Jesu a se ka a tlhola a fetola ka lepe; Pilato a ba a gakgamala.

Mark 15:9

Pilato a ba fetola a re: “A lo rata ka lo gololela Kgosi ya Bajuta?”

Mark 15:12-13

Pilato a ba fetola gape a re: “Jaana yo lo mmitsang Kgosi ya Bajuta ke tlaa mo reng?” Ba thela lošalaba gape ba re: “Mmapole.”

Mark 15:15-20

E rile ka Pilato a rata go thethebatsa batho dipelo, a ba gololela Barabase, mme ya re a sena go seola Jesu, a mo neela go bapolwa. Foo batlhabani ba tsaya Jesu ba mo gogela mo teng ga lolwapa, kwa go leng ntlo ya bogosi teng, mme ba phutha mophato otlhe fela. Mme ba mo apesa bohibidu jo bo mokgona, ba loga serwalo sa mitlwa ba se mo rwesa; mme ba simolola go mo dumedisa ba re: “Dumela kgosi ya Bajuta!” Ba mmetsa mo tlhogong ka lotlhaka, ba mo kgwela mathe, ba wa ka mangole ba mo obamela. Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola bohibidu jo bo mokgona, ba mo apesa diaparo tsa gagwe. Ba mo gogela kwa ntle ba ya go mmapola.

Mark 15:26

Lokwalo lwa molato wa gagwe lwa bo lo kwadilwe fa godimo lo re: “KGOSI YA BAJUTA.”

Mark 15:32

A ene Keresete, Kgosi ya Iseraele, a ke a fologe jaana mo mokgorong gore re bone, re dumele.” Le ba ba bapotsweng nae ba mo kgoba.

Luke 1:32-33

O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.”

Luke 2:1-3

Jaana e rile mo metlheng eo ga tswa taolo kwa go Kaesare Aguseto, gore lefatshe lotlhe le kwalwe. Go kwalwa mo ga ntlha, ke mo go dirilweng ka Kuirinio a le molaodi wa Siria. Mme botlhe ba ya go kwalwa, mongwe le mongwe a ya kwa motseng wa ga gabo.

Luke 3:1-2

Jaana e rile ka ngwaga wa 15 wa puso ya ga Kaesare Tiberio, ka Ponto Pilato a le molaodi wa Jutea, le Herote a le kgosana ya Galilea, le Filipo monnawe a le kgosana ya Iturea le ya lefatshe la Terakoniti, le Lesaniase a le kgosana ya Abilene, le Anase le Kaiafase ba le baperesiti ba bagolo, lefoko la Modimo la tla kwa go Johane morwa Sakaria, a le mo nageng.

Luke 3:19-20

mme kgosana Herote ene, ka a omantswe ke ene ka ntlha ya ga Herodiase mosadi wa ga Filipo monnawe, le ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di bosula tse Herote o di dirileng, a fela a oketsa dilo tsotlhe tse ka go tswalela Johane mo ntlong ya kgolegelo.

Luke 9:7-9

Jaana kgosana Herote a utlwa ka ga dilo tsotlhe tse di dirilweng ke ene; mme a akabala thata, gonne bangwe ba re: “Johane o tsogile mo losong.” Ba bangwe ba re: “Elija o bonetse,” mme ba bangwe ba re: “Mongwe wa baperofeti ba bogologolo o bile o tsogile.” Herote a re: “Johane ke mo kgaotse tlhogo; mme yo ke utlwang dilo tse di ntseng jaana ka ga gagwe, ya bo e le mang?” Mme a eletsa go mmona.

Luke 11:49-50

Ke gone go buileng le jone botlhale jwa Modimo jwa re: ‘Ke tlaa roma baperofeti le baaposetole kwa go bone; mme bangwe ba bone ba tlaa ba bolaya, ba ba bogisa;’ gore madi a baperofeti botlhe, a a tsholotsweng e sa le ka motheo wa lefatshe, a lopiwe mo losikeng lo;

Luke 12:58

Gonne e a re fa o ya le moganetsi wa gago kwa molaoding, o tlhoafalele gore o re o sa ntse o le mo tseleng, o gololwe mo go ene; gore e se re kgotsa a go gogela fa pele ga moatlhodi, mme moatlhodi a go neela leotlana, mme leotlana le go latlhela mo ntlong ya kgolegelo.

Luke 16:13

“Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tlaa ila mongwe, a rate yo mongwe; kgotsa a ngaparele mongwe, a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.”

Luke 19:26-27

Ke a lo raya ka re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tlaa newa; mme yo o se nang sepe, go tlaa tsewa mo go ene le se o nang naso.’ Le fa go ntse jalo baba bao ba me, ba ba ganneng, ba re, ke se ka ka ba busa, ba lereng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.”

Luke 20:22-25

a re letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa?” A lemoga bolotsana jwa bone, mme a ba raya a re: “Ntshupetsang thušeleng. O na le setshwantsho le sekwalo sa ga mang?” Ba re: “Sa ga Kaesare.” A ba raya a re: “Fa e le jalo, ntshetsang Kaesare, dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.”

Luke 21:12

E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me.

Luke 22:30

Gore lo je lo nwe fa lomating lwa me lwa bojelo, mo bogosing jwa me; mme lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.

Luke 22:63-67

Banna ba ba tshwereng Jesu, ba mo sotla, ba mo itaaka. Ba mo fapa matlho ba re: “Bolela, e mang yo o go tlhantseng?” Le dilo tse dingwe di le dintsi ba di bua ka ga gagwe, ba mo kgala ka tsone. E rile bosa bo sena go sa, bagolwane ba batho, le ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, ba phuthega, ba mo goga ba mo isa mo tshekong ya bone, ba re: “Fa o le ene Keresete re bolelele.” Mme a ba raya a re: “Fa ke lo bolelela ga lo ketla lo dumela;

Luke 23:2-4

Ba simolola go mmaya molato ba re: “Re fitlhetse monna yo, a sokamisa morafe, a itsa gore Kaesare a se ka a newa lekgetho, a re le ene ka esi ke Keresete, Kgosi.” Pilato a mmotsa a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?” A mo fetola a re: “O a bolela.” Pilato a raya ditlhogo tsa baperesiti le matshutitshuti a batho a re: “Ga ke bone molato mo monneng yo.”

Luke 23:36-38

Batlhabani le bone ba tla fa go ene, ba mo sotla, ba re ba mo nosa bojalwa jo bo botšarara, ba re: “Fa e le wena Kgosi ya Bajuta, ipoloke.” Le gone ga bo go le sekwalo fa godimo ga gagwe se se reng: “YO, KE KGOSI YA BAJUTA”.

John 1:17

Gonne molao o beilwe ka Moše; mme tshegofatso le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete.

John 1:49

Nathanaele a mo fetola, a re: “Rabi, o Morwa Modimo; o kgosi ya Iseraele.”

John 3:1-3

Jaana ga bo go le motho wa Bafarisai go twe Nikotemo, molaodi mongwe wa Bajuta. A tla kwa go Jesu go le bosigo, a mo raya a re: “Rabi, re a itse fa o le moruti yo o tswang kwa Modimong, gonne ga go motho ope yo o ka dirang ditshupo tse o di dirang fa Modimo o se na nae.” Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.”

John 5:16

Bajuta ba tloga ba bogisa Jesu ka ntlha ya gone moo, ba batla go mmolaya, ka a dira dilo tse ka Sabata.

John 6:15

Mme Jesu, ka a lemoga fa ba tlaa tloga ba tla go mo tsaya ka thata go mo dira kgosi, a ngongwaelela kwa thabeng a le esi.

John 12:12-13

Ya re ka moso bontsi jo bogolo jwa batho ba ba tsileng mo modirong, ka ba utlwa fa Jesu a tla Jerusalema, ba tsaya dikala tsa makolane, ba tswa ba ya go mo kgatlhantsha, mme ba thela lošalaba ba re: “Hosana, go bakwe yo o tlang mo ineng la Morena, e bong Kgosi ya Iseraele.”

John 18:33-39

Foo Pilato a tloga a boela mo ntlong ya tshekelo, mme a bitsa Jesu, a mo raya a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?” Jesu a mo fetola a re: “A o bua lefoko le ka wesi, gongwe ba bangwe ba le go boleletse ka ga me?” Pilato a mo fetola, a re: “A ke Mojuta? Aitse morafe wa ga eno, le ditlhogo tsa baperesiti, ke bone ba ba go nneetseng. O dirileng?” Jesu a mo fetola a re: “Bogosi jwa me ga se jwa lefatshe leno; fa bogosi jwa me e ka bo e le jwa lefatshe leno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neelwa Bajuta; mme jaana bogosi jwa me ga se jwa mono.” Foo Pilato a mo raya a re: “Mme a o kgosi?” Jesu a mo fetola a re: “Wena wa re ke kgosi. Ke tsaletswe gone moo, mme ke tletse gone moo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.” Pilato a mo raya a re: “Boammaaruri ke eng?” Ya re a sena go bua jalo, a ba a tswela gape kwa Bajuteng, a ba raya a re: “Ga ke bone molato mo go ene. Mme lona e ne e re go le Tlolaganyo, lo na le temalo ya gore ke lo gololele mongwe, ke gone a lo rata ka lo gololela Kgosi ya Bajuta?”

John 19:3

Ba tla fa go ene ba re: “Dumela Kgosi ya Bajuta!” Mme ba mo gatla ka dithobane.

John 19:8-12

Ya re Pilato a utlwa lefoko leo, a boifa bogolo; a ba a tsena mo ntlong ya tshekelo gape, a raya Jesu a re: “O tswa kae?” mme Jesu ga a a ka a mo fetola. Foo Pilato a mo raya a re: “A ga o bue le nna? A ga o itse fa ke na le thata ya go go golola, ke bile ke na le thata ya go go bapola?” Jesu a mo fetola a re: “O ka bo o se na thata epe mo go nna, fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo; ke gone yo o ntsentseng mo seatleng sa gago o na le boleo bogolo.” Foo Pilato a senka go mo golola, mme Bajuta ba goa ka thata, ba re: “Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaesare; mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o tlhabana le Kaesare.”

John 19:14-15

Ya bo e le Iketleetso ya Tlolaganyo; e le nako ya sethoboloko. Mme a raya Bajuta a re: “Bonang kgosi ya lona!” Foo ba goa ka thata ba re: “A a ye koo, a a ye koo, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “A ke tlaa bapola kgosi ya lona?” Ditlhogo tsa baperesiti tsa mo fetola tsa re: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesare.”

John 19:19-22

Le gone Pilato a kwala lokwalo, a lo baya mo mokgorong. Mme ga bo go kwadilwe, go twe: “JESU WA NASARETHA KGOSI YA BAJUTA.” Foo Bajuta ba le bantsi ba bala lokwalo lo, gonne felo fa Jesu o bapoletsweng teng go ne go le gaufi le motse, mme ga bo go kwadilwe ka Sehebere, le Seroma, le Segerika. Foo ditlhogo tsa baperesiti ba Bajuta tsa raya Pilato tsa re: “Se kwale go re: ‘Kgosi ya Bajuta’, mme o re: ‘Ene o rile: Ke kgosi ya Bajuta’.” Pilato a ba fetola a re: “Se ke se kwadileng ke se kwadile.”

Acts 4:18-21

Ba ba bitsa, ba ba laya gore ba se ka ba bua gope, le fa e le go ruta mo ineng la ga Jesu. Petere le Johane ba ba fetola ba re: “E re fa go siame mo matlhong a Modimo go reetsa lona bogolo go go reetsa Modimo, a go atlhole lona; gonne rona ga re na sepe fa e se go bua fela dilo tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.” Bone ya re ba sena go ba ba ba kgala, ba ba lesa, ka ba sa bone sepe sa ka fa ba ka ba betsang ka gone ka ntlha ya batho; gonne batho botlhe ba galaletsa Modimo ka ga se se dirilweng.

Acts 4:23-29

Ya re ba sena go lesiwa ba tla kwa lesomong la bone, ba bolela tsotlhe tse ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba di buileng nabo. Bone ya re ba utlwa, ba tlhatloseletsa mantswe a bone gongwe kwa Modimong, ba re: “Morena, wena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go one; yo o kileng wa bua ka Mowa o o Boitshepo, ka molomo wa ga rraetsho Dafite motlhanka wa gago, wa re: “ ‘Ana Baditšhaba ba ne ba šakgalelang, le merafe e ne e tlhatlhanyetsang dilo tsa boithamako? Dikgosi tsa lefatshe tsa ipaakanya, le balaodi ba phuthega, e le go tlhabana le Morena le Motlodiwa wa gagwe.’ “Gonne ammaaruri, Herote le Ponto Pilato, ba na le Baditšhaba le batho ba Iseraele, ba le mo motseng o, ba ne ba phuthegetse Jesu Motlhanka wa gago yo o boitshepo, yo o ne o mo tloditse, go tla ba dira sengwe le sengwe se seatla sa gago le go rata ga gago go se laotseng gale gore se dirafale. Jaana Morena, bona dipopo tsa bone; mme o neye batlhanka ba gago go bua lefoko la gago ka pelokgale yotlhe fela;

Acts 5:17-18

Moperesiti yo mogolo a ema le botlhe ba o nang nabo, ba e leng lekoko la Basadukai, mme ba tlala lefufa, ba tsenya baaposetole diatla, ba ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo ya motse.

Acts 5:19-29

Mme moengele mongwe wa Morena a bula ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Tsamayang, lo ye go ema lo bue le batho mo tempeleng mafoko otlhe a Botshelo jo.” Ya re ba utlwa, ba tsena mo tempeleng bosigo boo sa, mme ba ruta. Moperesiti yo mogolo a tla le ba o nang nabo, ba phutha ba lekgotla le ditlhogo tsa bana ba Iseraele, mme ba roma kwa ntlong ya kgolegelo gore ba ye go tlisiwa. Mme maotlana a a ileng a se ka a ba fitlhela mo ntlong ya kgolegelo; a boa, a bolela a re: “Re fitlhetse ntlo ya kgolegelo e tswetswe ka tlhomamo yotlhe, le badisa ba eme fa mejakong; mme e rile re sena go bula, ra se ka ra fitlhela motho ope mo teng.” Jaana ya re molaodi wa tempele le ditlhogo tsa baperesiti ba utlwa mafoko a, ba akabala thata ka ga bone gore selo se se tlaa felela kae. Ga tla mongwe a ba bolelela a re: “Bonang, banna ba lo ba tsentseng mo ntlong ya kgolegelo, ba eme mo tempeleng ba ruta batho.” Foo molaodi a tsamaya le maotlana, ba ba tlisa, e seng ka kgolo; gonne ba boifa batho, e se re kgotsa ba kgobotlediwa. E rile ba sena go ba tlisa, ba ba baya fa pele ga lekgotla. Moperesiti yo mogolo a ba botsa a re: “Re lo laile thata re re: Lo se ka lwa ruta mo ineng le; bonang, lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona, lo ikaeletse go baya molato wa madi a motho yo mo go rona.” Petere le baaposetole ba fetola ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.

Acts 5:41

Foo ba tswa fa pele ga lekgotla, ba itumela ka ba kailwe tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya Leina.

Acts 12:1-5

Jaana e rile ka lobaka loo, kgosi Herote a ntshetsa bangwe ba phuthego mabogo a gagwe go ba utlwisa botlhoko. A bolaya Jakobe mogoloa Johane ka tšhaka. Ya re a bona fa go kgatlhile Bajuta, a tswelela pele, a tshwara le ene Petere. Mme malatsi ao ya bo e le a senkgwe se se sa bedisiwang. Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo laolela ditlhophana di le nne tsa batlhabani, tse di batho ba le bane gore ba mo dise; a ikaeletse gore e tlaa re Tlolaganyo e sena go feta a mo ntshetse mo bathong. Petere a tswalelwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme a direlwa thapelo ke phuthego ka tlhaofalo fa pele ga Modimo.

Acts 12:6-17

E rile fa Herote a tlaa tloga a mo ntsha, Petere a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi sigong joo, a golegilwe ka diketane di le pedi, balebedi le bone ba le fa mojakong, ba disitse ntlo ya kgolegelo. Mme bonang, moengele wa Morena a ema fa go ene, le lesedi la phatsima mo ntlong ya kgolegelo; a batola Petere fa lotlhakoreng, a mo tsosa, a re: “Tsoga ka bonako.” Diketane tsa wa mo mabogong a gagwe. Moengele a mo raya a re: “Itlame, o rwale ditlhako.” Mme a dira jalo. A mo raya a re: “Apara kobo ya gago o ntshale morago.” A tswela kwa ntle, a mo sala morago; mme a bo a sa itse fa e le ammaaruri mo go dirilweng ke moengele, a itlhoma a bona ponatshegelo fela. Ya re ba sena go feta ba tebelo ya ntlha le ya bobedi, ba fitlha fa setswalong sa tshipi sa mojako o o tswelang mo motseng; mme sa ba ipulela fela ka sosi; ba tswela kwa ntle, ba feta ka mmila o mongwe, mme moengele a itse go kgaogana nae. E rile Petere a sena go itharabologelwa, a re: “Jaana ke a itse fa ruri Morena a romile moengele wa gagwe go tla go nkgolola mo seatleng sa ga Herote, le mo tebelelong yotlhe ya batho ba Bajuta.” Ya re a sena go akanya selo se, a ya kwa ntlong ya ga Maria, mma Johane, yo o bidiwang Mareko; mme batho ba le bantsi ba bo ba phuthegetse teng, ba rapela. Ya re a kgwanyakgwanya setswalo sa kgoro, lelata lengwe, yo go tweng Rota a ya go reetsa. Ya re a lemoga lentswe la ga Petere, a se ka a bula ka ntlha ya boitumelo, a tabogela mo teng, a bolela fa Petere a ema fa kgorong. Mme ba mo raya ba re: “O a tsenwa.” Mme ene a tlhomamisa thata fa go ntse fela jalo. Ba re: “E tlaa bo e le moengele wa gagwe.” Mme Petere a nna a kgwanyakgwanya; ya re ba sena go bula, ba mmona, ba gakgamala. Ene, e rile a sena go ba gwetlha ka seatla, gore ba didimale, a ba bolelela ka fa Morena o mo ntshitseng mo ntlong ya kgolegelo ka gone. A ba raya a re: “Lo bolelele Jakobe le bakaulengwe.” Foo a tsamaya, a ya felong go sele.

Acts 12:18-19

Jaana, ya re bosa boo sa, ga nna kwalanyo e kgolo mo batlhabaning, ya go re Petere o ile kae. E rile Herote a sena go mmatla, mme a sa mmone, a kolotisa balebedi, mme a laola gore ba bolawe. Mme ene a tloga mo Jutea a fologela kwa Kaesarea, a ya a diega teng.

Acts 12:20-23

Jaana o ne a kgopilwe thata ke ba Ture le Sitone; mme ba tla mo go ene ka bongwe fela jwa pelo; mme e re ka ba ntshitse Belaseto molebalebedi wa kgosi tsala ya bone, ba lopa kagiso, ka lefatshe la bone le otlwa ke lefatshe la kgosi. Ya re ka letsatsi lengwe le le laotsweng, Herote a ikgabisa ka diaparo tsa segosi, mme a dula mo setulong sa bogosi, a laya batho ka puo e kgolo. Batho ba thela lošalaba ba re: “Ke lentswe la modimo mongwe, ga se la motho.” Ka bonako moengele wa Morena a mo itaya, ka a sa neye Modimo tlotlo; mme a jewa ke diboko, a swa.

Acts 16:22-24

Bontsi jwa batho jwa ba kgwelogela mmogo; mme baatlhodi ba ba rutla dikobo, ba laola gore ba itewe ka dithupa. Ya re ba sena go ba baya dithupa di le dintsi, ba ba latlhela mo ntlong ya kgolegelo, ba laya modisa wa ntlo gore a ba tshware thata. Mme ene o rile a sena go laiwa jalo, a ba latlhela mo kgolegelong e e kwa teng, mme a somela dinao tsa bone mo disaneng.

Acts 16:25-30

Mme ya re bosigogare, Paulo le Silase ba bo ba rapela, ba opelela Modimo difela, mme bagolegwi ba bangwe ba ntse ba reeditse; ba tshogana ka go nna thoromo e kgolo ya lefatshe, metheo ya ntlo ya kgolegelo ya ba ya tla ya reketla, le mejako yotlhe ya bulega ka bonako, le dikgole tsa botlhe tsa hunologa. Modisa wa ntlo ya kgolegelo, ya re a tsosiwa mo borokong a fitlhela mejako ya ntlo ya kgolegelo e bulegile, a somola tšhaka, a re o a ipolaya, a itlhoma bagolegwi ba thobile. Mme Paulo a goa ka lentswe le legolo a re: “Se ipolaye; gonne re fano rotlhe!” Foo modisa wa ntlo ya kgolegelo a re dipone di tle, mme a tlolela mo teng, a wela fa pele ga Paulo le Silase, a roroma ka poifo, a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Barena, ke tlaa dirang gore ke bolokwe?”

Acts 16:35-40

E rile bosa bo sele, baatlhodi ba roma maotlana ba re: “Yang lo golole batho bao.” Modisa wa ntlo ya kgolegelo a bolelela Paulo mafoko a bone a re: “Baatlhodi ba romile gore lo gololwe; mme ke gone, tswang lo tsamaye ka kagiso.” Mme Paulo a ba raya a re: “Ba re iteetse mo ponatshegelong, re sa bone tsheko, re le banna ba re leng Baroma, ba bile ba re latlhetse mo ntlong ya kgolegelo; mme gompieno a ba re naya naga fela ka go sa itsiweng? Le bogologolo! A go tle bone ka bosi, ba re ntshetse kwa ntle.” Maotlana a ya a bolelela baatlhodi mafoko a; mme ya re ba utlwa fa e le Baroma ba boifa; mme ba tla ba ba rapela; e rile ba sena go ba ntshetsa kwa ntle, ba ba lopa gore ba tswe mo motseng, ba tsamaye. Mme ba tswa mo ntlong ya kgolegelo, ba ya ba tsena mo ntlong ya ga Lidia; ya re ba sena go bona bakaulengwe, ba ba gomotsa, ba itse go tsamaya.

Acts 17:6-8

E rile ba sa ba fitlhele, ba swabolela Jasone le bakaulengwe bangwe kwa pele ga bolaodi ba motse, ba goa ka thata ba re: “Batho ba, ba ba tshelepantseng lefatshe, le mono ba tsile. Jasone o ba amogetse; mme batho ba botlhe ba tlola melao ya ga Kaesare, ka ba re go na le kgosi e nngwe ga twe, Jesu.” Ya re batho le balaodi ba motse ba utlwa dilo tse, ba fuduega.

Acts 17:26

o dirile ditšhaba tsotlhe tsa batho, ba tswa mothong a le mongwe fela, go tla ba aga mo lefatsheng lotlhe, ka o tlhomamisitse metlha ya bone e e laotsweng, le melelwane ya maago a bone;

Acts 22:24-30

Mong wa mephato a laola gore a isiwe mo kagong ya batlhabani, a re a lotolodiwe ka titeo, gore a tle a itse ka fa ba mo thomeleletsang jalo ka teng. E rile ba sena go mo golega ka dikgole, Paulo a raya molaodi wa mophato yo o emeng fa go ene a re: “A go letleletswe go seola motho yo e leng Moroma, a bile a ise a bone tsheko?” E rile molaodi wa mophato a utlwa jalo, a ya kwa go mong wa mephato, a mmolelela a re: “O a bo o re o dirang? Gonne motho yo ke Moroma.” Mong wa mephato a tla, mme a mo raya a re: “Mpolelela, a o Moroma?” Mme a re: “Ee.” Mong wa mephato a mo fetola a re: “Boemo joo jwa bongwana jwa motse, ke bo rekile ka madi a magolo.” Paulo a re: “Nna, ke tsetswe ke le Moroma.” Foo ba ba reng ba mo lotolotsa, ba akofa ba kgaogana nae; le ene mong wa mephato a boifa, a sena go itse fa e le Moroma, le ka go bo a ne a mo golegile. E rile ka moso, ka a rata go itse tlhomamo ya ka fa o bewang molato ke Bajuta ka teng, a mo golola, a laola gore ditlhogo tsa baperesiti le ba lekgotla botlhe ba phuthege, mme a folosa Paulo, a mmaya fa pele ga bone.

Acts 23:1-5

Paulo a tsepega matlho mo go ba lekgotla a re: “Bagaetsho, ke ntse ka nna ka tshela ka pelo e e molemo fa pele ga Modimo, nako e sa ntse e le eno.” Ananiase moperesiti yo mogolo a laola ba ba emeng fa go ene, gore ba mo iteye fa molomong. Foo Paulo a mo raya a re: “Modimo o tlaa go itaya, wena yo o leng lomota lo lo takilweng! Wena yo o reng o nnetse go nkatlhola ka fa molaong, a o bile o tlola molao ka go laola gore ke itewe?” Ba ba emeng teng ba re: “A o kgala moperesiti yo mogolo wa Modimo?” Paulo a re: “Bagaetsho, ke ne ke sa itse fa e le moperesiti yo mogolo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa bua bosula ka ga molaodi wa batho ba gago.’ ”

Acts 23:6-10

E rile ka Paulo a lemoga fa bontlhanngwe jwa bone e le Basadukai, mme bontlha e nngwe e le Bafarisai, a buela godimo mo lekgotleng a re: “Bagaetsho, ke Mofarisai, ke ngwana wa Bafarisai, ke sekisiwa ka ga tsholofelo le go tsoga ga baswi.” Ya re a sena go bua jalo, ga tsoga kgang gare ga Bafarisai le Basadukai, mme phuthego ya kgaogana. Gonne Basadukai ba re, ga go na go tsoga ga baswi, ga go na moengele le fa e le mowa, mme Bafarisai ba dumetse fa dilo tse tsotlhe di le teng. Ga tsoga kgang e kgolo, bakwadi ba lekoko la Bafarisai ba ema, ba ganela ba re: “Ga re bone bosula bope mo mothong yo; fa mowa mongwe o buile nae, kgotsa moengele, re tlaa reng?” E rile go tsoga lekabakaba le legolo, mongwe wa mephato a boifa gore Paulo o tlaa gagolwa ke bone, mme a laola gore batlhabani ba fologe, ba ye go mo tlosa ka thata mo go bone, ba mo lere mo kagong ya batlhabani.

Acts 25:6-12

E rile a sena go tlhola nabo malatsi e ka ne e le a 8, kgotsa a le some, a fologela kwa Kaesarea; ya re ka moso a feta a dula mo tshekelong, a laola gore Paulo a ye go tlisiwa. Ya re a sena go tla, Bajuta, ba ba fologileng kwa Jerusalema, ba ema ba mo dikanyeditse, ba mmaya melato e le mentsi, le e e utlwisang botlhoko, e ba sa ka keng ba e tlhomamisa. Mme Paulo ya re a ikarabela a re: “Go le molao wa Bajuta ga ke a o leofela gope, le fa e le tempele, le fa e le Kaesare.” Feseto ene, e re ka a rata go ithatisa Bajuta, a fetola Paulo a re: “A o rata go tlhatlogela kwa Jerusalema, o ya go atlholwa fa pele ga me teng ka ga dilo tse?” Mme Paulo a re: “Ke eme fa pele ga tshekelo ya ga Kaesare, fa ke tshwanetseng go atlholwa teng; Bajuta ga ke a ba siamololela, jaaka le wena o itse sentle. Ke gone, fa ke le mosiamolodi, mme fa ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke gane go swa; mme fa go se na sepe se se leng boammaaruri, sa dilo tse batho ba ba mpayang molato ka ga tsone, ga go na motho ope yo o ka ntsenyang mo diatleng tsa bone. Ke ipiletsa Kaesare.” E rile Feseto a sena go gakololana le ba lekgotla, a mo fetola a re: “O ipileditse Kaesare; o tlaa ya kwa go Kaesare.”

Acts 25:20-21

Nna, e rile ka ke akabadiwa ka fa ke ka tsenang mo dilong tse ka gone, ka mmotsa fa a ka ya Jerusalema, a ya go atlholwa gone ka ga dikgang tse. Mme e rile Paulo a sena go rapela gore a letisiwe katlholo ya kgosi e kgolo Aguseto, ka laola gore a disiwe, ke tle ke tsamaye ke mo ise kwa go Kaesare.”

Acts 26:25-32

Paulo a re: “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto; ke bua mafoko a boammaaruri le a boitekanelo. Gonne kgosi e itse dilo tse, e ke bileng ke bua ke phuthologile fa pele ga yone; gonne ke a dumela fa go se na sepe sa dilo tse se se fitlhegetseng kgosi; gonne mo ga go a ka ga direlwa mo kgokgotshong. Kgosi Ageripa, a o dumela baperofeti? Ke a itse fa o dumela.” Mme Ageripa a raya Paulo a re: “O a bo o rata go nkgona go nna Mokeresete ka go mpuisa go le gonnye fela.” Paulo a re: “Le fa e ka bo e le ka bonnye le fa e le ka bogolo, Modimo o ka ka wa mma, gore e seng wena wesi, e leng botlhe ba ba nkutlwang gompieno, ba nne jaaka nna, ke sa reye dikgole tse.” Mme kgosi ya nanoga, le molaodi, le Berenise, le ba ba dutseng nabo; ya re ba ile fa thoko, ba bua mmogo ba re: “Monna yo, ga a a dira sepe se se tshwanetseng loso le fa e le dikgole.” Mme Ageripa a raya Feseto a re: “Monna yo o ka bo a golotswe, fa a ne a se ka a ipiletsa Kaesare.”

Acts 27:23-24

Gonne go letse go eme fa go nna moengele wa Modimo o ke leng wa one, le o ke o direlang, a re: ‘Paulo o se ka wa boifa, o na le go ya go ema fa pele ga Kaesare; mme bona, Modimo o go neetse botlhe ba o etileng nabo mo sekepeng.’

Acts 28:16-19

E rile re sena go tsena mo Roma, Paulo a leselediwa go nna a le esi le motlhabani yo o mo disitseng. Ga dirala, ya re malatsi a le mararo a sena go feta, a phutha ba e leng ditlhogo tsa Bajuta; ya re ba sena go phuthega, a ba raya a re: “Nna bakaulengwe, le fa ke se ka ka direla batho sepe sa molato, le fa e le mekgwa ya borraetsho, le fa go ntse jalo ka tsenngwa mo diatleng tsa Baroma ke le mogolegwi ke tswa mo Jerusalema. Ba e rileng ba sena go mpotsa ba bo ba rata go nkgolola, ka gobo go se na molato ope wa loso mo go nna. E rile Bajuta ba gana, ka bo ke na le go ipiletsa Kaesare fela; e seng gore ke na le molato mongwe o ke o nayang morafe wa gaetsho.

Romans 13:1-7

A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo; gonne ga go na mmuso ope fa e se o o tswang mo Modimong; mme babusi ba ba leng teng, ba beilwe ke Modimo. Ke gone, yo o ganang mmuso, o gana molao wa Modimo; mme ba ba ganang ba tlaa iponela tshekiso. Gonne balaodi ga ba na go boifiwa ke yo o mo tirong e e molemo, fa e se ke yo o mo go e e bosula fela. Mme a o rata wa bo o se na poifo ya mmuso? Dira se se molemo, mme o tlaa bakwa ka ga sone; gonne mmuso ke modiredi wa Modimo mo go wena, gore o tle o bone molemo. Mme fa o dira se se bosula, o boife, gonne ga a a tsholela tšhaka lefela; gonne ke modiredi wa Modimo le mmusolosi mo go yo o dirang bosula, go mmontsha bogale. Ke gone lo nang le go ineela, e seng ka ntlha ya bogale bo le josi, mme e le ka ntlha ya segakolodi le sone. Gonne le lekgetho lo a tle lo le ntshe, ka ntlha ya gone moo; gonne ke badiredi ba tirelo ya Modimo, ba ba ntseng ba emetse sone selo se. Nayang botlhe tshwanelo ya bone; lekgetho le newe ba ba tshwanetseng lekgetho; le sehuba ba ba tshwanetseng sehuba; le poifo ba ba tshwanetseng go boifiwa le tlotlo ba ba tshwanetseng go tlotlwa.

1 Corinthians 2:6-8

Le fa go ntse jalo re bua botlhale mo go ba ba itekanetseng; mme e be e le botlhale bongwe jo e seng jwa lefatshe leno, le fa e le jwa babusi ba lefatshe leno, ba ba tswang lefela fela. Mme re bua botlhale jwa Modimo ka bosaitsiweng, e bong botlhale jo bo ntseng bo fitlhilwe, jo Modimo o bo laoletseng kgalaletso ya rona gale pele ga dipopo. E le jo go seng ope wa babusi ba lefatshe leno yo o bo itseng; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morena wa kgalalelo.

1 Corinthians 6:12

Mo go nna dilo tsotlhe di letlelesegile, mme dilo tsotlhe ga di molemo go dirwa. Mo go nna dilo tsotlhe di letlelesegile; mme ke gana go laolawa ke sepe.

1 Corinthians 10:23

Dilo tsotlhe di letlelesegile; mme dilo tsotlhe ga di molemo go dirwa. Dilo tsotlhe di letlelesegile; mme dilo tsotlhe ga di agelele.

1 Corinthians 15:24-25

Foo go tle bokhutlo jo o tlaa neelang Modimo, e bong Rara, bogosi ka jone, a sena go nyeletsa puso yotlhe le taolo, le nonofo. Gonne o na le go busa fela, a ba a tla a tsamaye a beye baba botlhe ba gagwe fa tlase ga dinao tsa gagwe.

Galatians 3:28-29

Ga go ka ke ga nna Mojuta le Mogerika, ga go ka ke ga nna motlhanka le mogololwa, ga go ka ke ga nna monna le mosadi; gonne lotlhe lo motho a le mongwe fela mo go Keresete Jesu. Mme fa lo le ba ga Keresete, foo lo losika lwa ga Aberahame, lo baruaboswa ka fa polelong ya tsholofetso.

Galatians 4:30-31

Lokwalo lwa reng? Lwa re: “Leleka lelata le ngwana wa lone; gonne ngwana wa lelata ga a ketla a tlhakanela boswa le ngwana wa mosadi yo e leng ngwana wa motse.” Ke gone, bagaetsho, ga re bana ba lelata, re ba mosadi yo o leng ngwana wa motse.

Galatians 5:1

Keresete o re golotse ka kgololo; ke gone, tlhomamang, lo se ka lwa tlhola lo ikgweleanya ka jokwe ya botlhanka.

Galatians 5:14

Gonne molao otlhe o dirafadiwa mo lefokong le le lengwe fela, e bong mo go le, go re: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.”

Galatians 5:22-23

Mme loungo lwa Mowa ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo, le boingotlo, le boikgapo; dilo tse, ga di angwe ke molao ope.

Ephesians 1:21-22

Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi, le maina otlhe a a rewang, e seng mo fatsheng leno losi, e leng le mo go le le tlang, mme wa baya dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe.

Ephesians 2:12

ka re, lo tle lo gakologelwe fa e rile ka baka loo lwa bo lo le kwa ntle ga Keresete, lo ikgogonne mo lekgotleng la Iseraele, lo le baeng ka ga dikgolagano tsa polelo tsa tsholofetso, lo se na tsholofelo, lo se na Modimo mo lefatsheng.

Ephesians 2:19

Jalo lo bo lo sa tlhole lo le baeng le bajaki fela, mme lo bana ba motse mmogo le baitshepi, lo bile lo ba ntlo ya Modimo.

Ephesians 6:12

Gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo.

Philippians 2:9-11

Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe; gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.

Philippians 3:20

Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete;

Colossians 1:16

gonne dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng, le fa e ka ne e le manno a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magosana, kgotsa mebuso, dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene;

Colossians 2:8

Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.

1 Timothy 1:8-10

Mme re a itse fa molao o le molemo, fa motho a dira ka one ka fa go laotsweng ka teng, a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho, le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng;

1 Timothy 1:17

Jaana a Kgosi e e ntseng fela e se na tshimologo, le fa e le bokhutlo e e se keng e swa, e e se keng e bonwa, e e leng Modimo o o osi, e newe tlotlo le kgalalelo ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

1 Timothy 2:1-2

Ke gone, sa ntlha ke laya gore, a mekokotlelo, le merapelo, le merapelelo, le malebogo, a direlwe batho botlhe. A a direlwe dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo; gore re ke re tshele mo boiketlong le mo tidimalong ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.

1 Timothy 6:15

mo o tlaa go bonatsang mo metlheng ya gone, e bong ene yo e leng Mothata yo o bakwang le yo o esi, Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena;

2 Timothy 2:12

fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola;

Titus 3:1-2

O ba gakolole gore ba ineele mo balaoding, le gore ba nne kutlo mo go ba ba neetsweng taolo, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo; ba se ka ba bua bosula ka ga motho ope, ba se nne dikgangkgang, ba nne bonolo, ba le boikokobetso jotlhe mo bathong botlhe.

Hebrews 1:8

Mme ka ga Morwa one o buile, wa re: “Setulo sa gago sa bogosi, Modimo, se ntse ka bosakhutleng le ka bosaengkae; tsamma ya thokgamo ke yone tsamma ya bogosi jwa gago.

Hebrews 8:1-2

Jaana mo dilong tse re di buang, tshobokanyo ya tsone ke e, go re: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o dutseng ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga setulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong, e le modiredi wa felo ga boitshepo, le wa motlaagana wa ammaaruri o Morena o o tlhomileng, e seng motho.

Hebrews 11:36-38

Ba bangwe ba lekwa ka ditshotlo le ka go seolakwa, ee, le ka dikgole gape, le ka go tsenngwa mo matlong a kgolegelo: Ba kgobotlediwa ka maje, ba fatoganngwa ka šage, ba raelwa, ba bolawa ka tšhaka; ba tsamaya fela ba apere matlalo a dinku le a dipodi; ba ne ba ipotlhere, ba se na sepe, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula. E ne e le batho ba lefatshe le sa tshwanelwang ke bone – ba kgarakgatshega mo dikakeng, mo dithabeng, mo dikgageng le mo mesimeng ya lefatshe.

Hebrews 13:17

Utlwang ba ba lo laolang, lo ba ineele; gonne ba disitse mewa ya lona, jaaka ba ba tlaa ikarabelang, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo, e seng ka bohutsana, gonne mo go ka bo go se na thuso mo go lona.

1 Peter 2:9

Mme lona lo losika lo lo itshenketsweng, lo boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, lo tšhaba e e ruilweng ke Modimo ka sebele, gore lo tle lo bonatse go tlotlomala ga yo o lo biditseng, a lo bitsa lo le mo lefifing, a lo isa leseding la gagwe le le gakgamatsang;

1 Peter 2:11-18

Bagaetsho, ke a lo rapela jaaka bajaki ba baeti, ka re, lo ithibe mo dithatong tsa senama tse di tlhabanang le mowa wa motho; lo bo lo tshele ka mokgwa o montle mo go Baditšhaba; e tle e re mo ba lo bolelang jaaka badira bosula ka teng, bo ba galaletse Modimo mo motlheng wa tekolo, ka ditiro tsa lona tse di molemo, tse ba di bonang. Lo ineele mo taolelong nngwe le nngwe ya motho ka ntlha ya Morena: le fa e le mo kgosing ka e le tlhogo; le fa e le mo balaodisiweng, ka ba romilwe ke yone go tla ba lefetsa badira bosula, le go baka ba ba dirang sentle. Gonne go rata ga Modimo go ntse jalo, gore lo tle lo didimatse botlhoka go itse jwa ba ba dieleele ka go dira sentle ga lona. Lo nne jaaka ba ba gololesegileng, kgololesego ya lona lo se e ntshe kobo ya go bipa boikepo, lo nne jaaka batlhanka ba Modimo. Tlotlang batho botlhe. Ratang bokaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi. Lona batlhanka lo nne kutlo mo go beng ba lona ka poifo yotlhe; e seng mo go ba ba molemo, le ba ba bonolo fela, e leng le mo go ba ba logala fela.

2 Peter 2:6-8

Gape e rile o fetola metse ya Sotoma le Gomora molora, wa e sekisa ka thibegetso ya tshenyego, wa ba dira sekao sa ba ba tlaa tshelang mo boikepong; mme wa golola mosiami Lote, a le mo pitlaganong e e botlhoko ka go tshela ga baikepi bao mo bopepeng. Gonne mosiami yo, ka a ne a agile mo go bone, mowa wa gagwe o o siameng wa nna wa tshwenyega ka go bona le go utlwa, ka malatsi otlhe, ditiro tsa bone tsa boiphefero mo molaong.

2 Peter 2:10-11

Mme bogolo bone ba ba tsamayang ka fa nameng mo thatong e e leswefatsang, mme ba nyatse taolo. E le ba ba pelokgale, le ba ba bogoma, ba sa boife go kgala ba ba tlotlegang; e tswa baengele, le fa ba ba gaisa mo nonofong le mo thateng, ba se ke ba ba isa tshekong fa pele ga Morena ka go ba gobolola.

1 John 3:4

Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o dira boiphefero mo molaong; boleo ke boiphefero mo molaong.

Jude 1:8

Le fa go ntse jalo, le bone ba, ba ntse jalo mo go loreng ga bone, ba leswefatsa nama, ba nyatsa puso, ba kgala batlotlegi.

Revelation 1:4-6

Nna Johane, ke kwalela diphuthego tse supa tse di mo lefatsheng la Asia, ka re: Tshegofatso e nne le lona le kagiso tse di tswang kwa go yo o gone, le yo o neng a ntse a le gone, le yo o tlaa tlang; le e e tswang mo Meweng e supa, e e fa pele ga setulo sa bogosi; le mo go Jesu Keresete, yo e leng ene mosupi yo o ikanyegang, wa motsalwapele wa baswi, le molaodi wa dikgosi tsa lefatshe. Ene yo o re ratang, a re golola mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe; a re dira go nna bogosi le go nna baperesiti ba Modimo wa gagwe le Rraagwe; a kgalalelo e nne go ene, le puso ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

Revelation 3:21

Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi.

Revelation 4:2-6

Ka bonako ka tloga ka tsenwa ke Mowa; mme bonang, ga bo go beilwe setulo sa bogosi mo legodimong, mongwe a bo a dutse mo go sone setulo. Yo o dutseng ya re a bonwa, a fitlhelwa a tshwana le lentswe la jasepere le la saredio; mme ga bo go le motshe wa godimo mo tikologong ya setulo sa bogosi, o o reng o bonwa o bo o fitlhelwa o tshwana le lentswe la emerelete. Mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditulo tsa bogosi di le 24; mme mo ditulong tse, ka bona go dutse bagolwane ba le 24, ba apere diaparo tse ditshweu; ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong. Mo setulong sa bogosi ga bo go tswa dikgadima le mantswe, le ditumo tsa maru. Mme ga bo go le dilampa tsa molelo di supa, di tuka fa pele ga setulo sa bogosi, tse e leng Mewa e supa ya Modimo; mme fa pele ga setulo sa bogosi ga bo go le e kete lewatle la galase, le tshwana le legakwa le lesweu; mme mo gare ga setulo sa bogosi, le mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditshedi di le nne, tse di tletseng matlho ka fa pele le ka fa morago.

Revelation 4:9-10

Mme e ne e tle e re ditshedi di isa kgalalelo le tlotlo, le malebogo mo go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, bagolwane ba ba 24 ba wele fa pele ga yo o dutseng mo setulong sa bogosi, ba obamele ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, mme ba latlhele dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re:

Revelation 5:10-13

Wa ba dira gore ba nne bogosi jwa Modimo wa rona, le baperesiti ba one; mme ba busa mo lefatsheng.” Ka leba, ka utlwa lentswe la baengele ba le bantsi, ba ba mo tikologong ya setulo sa bogosi, le la ditshedi le bagolwane; palo ya bone e ne e le makgolo a makgolo, le makgolo a sedikadike; ba bua ka lentswe le le godileng ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go bona nonofo, le dikhumo le botlhale, le thata, le tlotlo, le kgalalelo, le pako!” Sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong, le se se mo lefatsheng, le se se kwa tlase ga lefatshe, le se se mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, ka di utlwa di re: “Pako, le tlotlo, le kgalalelo le puso, di nne kwa go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana ka bosakhutleng le ka bosaengkae!”

Revelation 7:9-11

Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla; mme ba thela lošalaba lo logolo ba re: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.” Baengele botlhe ba bo ba eme tikologong ya setulo sa bogosi, le mo tikologong ya bagolwane, le ditshedi tse nne; mme ba wela ka difatlhogo fa pele ga setulo sa bogosi, ba obamela Modimo.

Revelation 7:15

Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng; ba o direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; yo o dutseng mo setulong sa bogosi o tlaa tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone.

Revelation 11:15-18

Moengele wa bosupa a letsa; ga tloga ga nna mantswe a magolo mo legodimong a re: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Bagolwane ba ba 24, ba ba dutseng mo ditulong tsa bone tsa bogosi fa pele ga Modimo, ba wela fa fatshe ba obamela Modimo. Ba re: “Re go ntshetsa malebogo Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone, ka e le fa o itseetse thata ya gago e kgolo, o a busa. Ditšhaba tsa tlala bogale, mme bogale jwa gago jwa tla, le lobaka lwa baswi go atlholwa, le lobaka lwa go naya baperofeti batlhanka ba gago tuelo ya bone, le baitshepi, le ba ba boifang leina la gago, bannye le bagolo; le lwa go senya ba ba senyang lefatshe.”

Revelation 13:1-2

Ka bona sebatana sengwe se tlhatloga mo lewatleng, se na le dinaka di le some le ditlhogo di supa, mo dinakeng tsa sone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di le some, mo ditlhogong tsa sone ga bo go le maina a tlhapatso. Sebatana se ke se bonyeng sa bo se tshwana le nkwe, maroo a sone a bo a ntse jaaka maroo a bera, molomo wa sone o ntse jaaka molomo wa tau; mme kgogela ya se naya thata ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo.

Revelation 14:8

Mme moengele yo mongwe, e le wa bobedi, a tla morago ga yoo, a re: “Babilone yo mogolo o ole, o ole, o o dirileng gore merafe yotlhe e nosiwe bojalwa jwa bogale jo bo tsositsweng ke kgokafalo ya gagwe.”

Revelation 16:19-20

Motse o mogolo wa kgaoganngwa seraro, mme metse ya merafe ya wa; le Babilone o mogolo wa gopolwa mo ponong ya Modimo, gore o newe senwelo sa bojalwa jwa tšhakgalo ya bogale jwa one. Mme ditlhake tsotlhe tsa fofela koo, le dithaba tsa se ka tsa fitlhelwa.

Revelation 17:1-2

Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba tshotseng megotšana e supa, a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go supetsa tshekiso ya seaka se segolo se se dutseng mo metsing a mantsi; se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba ne ba tagisiwa ke bojalwa jwa kgokafalo ya sone.”

Revelation 17:9-13

“Mogopolo o o nang le botlhale ke one o. Ditlhogo di supa ke dithaba di supa tse mosadi o dutseng mo go tsone; e bile ke dikgosi di supa; tse tlhano di setse di ole, e nngwe e sa le teng, e nngwe ga e ise e tle; mogang e tlang, e na le go nna ka lobakanyana. Le sebatana se se neng se le yo, le sone ka sosi ke kgosi nngwe ya 8, ke yoo rra tsone tse supa; e ya tatlhegong. “Dinaka tse some tse o di bonyeng, ke dikgosi di le some, tse gompieno di iseng di amogele bogosi bope; di amogela taolo jaaka dikgosi, di pataganye le sebatana ka nako e le nngwe fela. Dikgosi tse, di maikutlo a le mangwe fela, di naya sebatana thata ya tsone le taolo.

Revelation 17:14-18

Tse, di tlaa tlhabana le Kwana, mme Kwana o tlaa di fenya, gonne ke ene Morena wa barena, le Kgosi ya dikgosi; le bone ba o nang nabo, ba tlaa fenya e le ba ba biditsweng, ba itshenketswe, ba boikanngo.” Mme a nthaya a re: “Metsi a o a bonyeng kwa seaka se dutseng teng, ke ditšhaba, le boidiidi jwa batho, le merafe, le dipuo. Mme dinaka tse some tse o di bonyeng, le sone sebatana, di tlaa ila seaka seo, di tlaa se dira tshwafatso le bosaikatega, di tlaa ja nama ya sone, di se fisetsa ruri ka molelo. Gonne Modimo o gakolotse dipelo tsa tsone go tla di dira maikutlo a one, le gore di nne boikutlo bo le bongwe fela, di be di neye sebatana bogosi jwa tsone, go tle go tsamaye mafoko a Modimo a dirafale. “Mosadi yo o mmonyeng ke motse o mogolo, o o busang dikgosi tsa lefatshe.”

Revelation 18:2-3

Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re: “Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe le boitswalelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo jwa nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang. Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe.”

Revelation 18:9-10

Le dikgosi tsa lefatshe tse di gokafetseng nae, tsa ba tsa hoahoega nae, di tlaa lela, di mo lelelela godimo, mogang di bonang mosi wa go ša ga gagwe, di emetse kgakala, ka go boifa tlhokofatso ya gagwe, di re: “Ija! Ija! We! A motse wa mogolo! Babilone motse o o thata! Gonne tshekiso ya gago e fitlhile ka nako e le nngwe fela.”

Revelation 18:21

Mme moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re: “Babilone, motse o mogolo o tlaa piriganngwa jalo ka piriganyo e kgolo, mme ga o ketla o tlhola o bonwa gope.

Revelation 19:15

Mo ganong la gagwe ga tswa tšhaka e e bogale, gore a kgemethe merafe ka yone; mme o tlaa di busa ka tsamma ya tshipi; o gata segatisetso sa bojalwa sa bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.

Revelation 19:16

Mo seaparong sa gagwe le ka fa seropeng sa gagwe, go kwadilwe leina go twe: KGOSI YA DIKGOSI, LE MORENA WA BARENA.

Revelation 19:17-19

Mme ka bona moengele mongwe a eme mo letsatsing; mme a kua ka lentswe le legolo, a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang fa gare ga loapi lwa legodimo a re: “Tlang lo phuthegele selalelo se segolo sa Modimo; gore lo je nama ya dikgosi, le nama ya beng ba mephato, le nama ya banna ba ba thata, le nama ya dipitse, le ya ba ba di pagameng, le nama ya batho botlhe, ba e leng bana ba motse le batlhanka, bannye le bagolo.” Ka bona sebatana, le dikgosi tsa lefatshe, le dintwa tsa tsone, di kokoanetse ene yo o pagameng pitse le ntwa ya gagwe, go tlhabana nae.

Revelation 20:6

Go sego, go bile go boitshepo yo o nang le kabelo mo tsogong ya ntlha; bao, loso lwa bobedi ga lo na thata mo go bone; ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tlaa busa nae ka dinyaga di le sekete.

Revelation 20:11-13

Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone. Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso lwa ntsha baswi ba ba mo go lone, le Bobipo jalo; ba atlholwa botlhe ka fa ditirong tsa bone.

Revelation 21:5-6

Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko.

Revelation 22:1-5

A mpontsha noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legakwa, e tswa mo setulong sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana, e le mo gare ga mmila wa motse. Moseja ono ga noka, le moseja ole, ga bo go le setlhare sa botshelo, se se ungwang maungo a mehuta e le 12, se ungwa ka kgwedi nngwe le nngwe; makakaba a setlhare e ne e le a a fodisang merafe. Ga go ketla go tlhola go nna phutso gope; setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana se tlaa nna mo go one; le batlhanka ba one ba tlaa o direla. Ba tlaa bona sefatlhogo sa one; le leina la one le tlaa nna mo diphatleng tsa bone. Ga go ketla go tlhola go nna bosigo gope; ga ba batle lesedi la lampa, le fa e le lesedi la letsatsi; gonne Morena Modimo o tlaa ba naya lesedi; mme ba tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net