18 – Barutisi ba maaka

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Barutisi ba maaka.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

2 Peter 2:1-3

Mme go kile ga nna ga tsoga le baperofeti ba e seng bone mo bathong, jaaka le mo go lona go tlaa nna baruti ba e seng bone, ba ba tlaa tsenyang dithuto tse di senyang, ka go kukunela mo teng ba ba ba itatola le yo e leng ene Morena yo o ba rekileng, mme ba iteretse tshenyego e e fefogang. Batho ba le bantsi ba tlaa sala ditiro tsa bone tsa bopepe morago; mme tsela ya boammaaruri e tlaa kaiwa ka bosula ka ntlha ya bone. Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ka ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng.

2 Peter 3:16

le jaaka a kwadile mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe, a bua ka ga dilo tse mo go tsone; mo go nang le dilo dingwe gone tse di thata go tlhaloganngwa, tse ba ba se nang kitso le ba ba akgaakgegang ba di sokamisang, jaaka ba dira ka dikwalo tse dingwe, ba ba ba itshenya ka teng.

Deuteronomy 18:20

Moperofeti yo o tlaa italetsang go bua lefoko ka leina la me, le ke sa le mo laolelang go le bua, kgotsa yo o tlaa buang mo ineng la medimo e sele, moperofeti yoo a a swe.’

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 328

Genesis 3:1-5

Jaana noga ya bo e le boferefere bogolo go ditshedi tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re: “Kana, a ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?” Mosadi a raya noga a re: “Re ka ja loungo lwa ditlhare tsa tshimo; mme loungo lwa setlhare se se fa gare ga tshimo, Modimo o rile: ‘Lo se ka lwa lo ja, le gone lo se ka lwa lo ama, lo ka tla lwaa swa.’ ” Noga ya raya mosadi ya re: “Ruri ga lo ketla loo swa; gonne Modimo o a itse gore, e tlaa re mo letsatsing le lo lo jang, foo matlho a lona a tlaa buduloga, mme lo tlaa nna jaaka Modimo, lo itse molemo le bosula.”

Genesis 3:13-15

Jehofa Modimo a raya mosadi a re: “Ke eng se o se dirileng?” Mosadi a re: “Noga e ntsieditse, mme ka ja.” Jehofa Modimo a raya noga a re: “E re ka o dirile seo se, o hutsegile bogolo go dikgomo tsotlhe le diphologolo le dibatana tsa naga. O tlaa gopa ka mpa, o tlaa ja lorole ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago. Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.”

Exodus 20:5-6

O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang; mme ba makgolokgolo ba bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelo botlhoko.

Exodus 23:1-2

“O se ka wa tshola mafoko fela a e seng one; o se ka wa patagana le moikepi go nna mosupi yo o sa siamang nae. O se ka wa sala bontsi morago mo go direng bosula; le gone o se ka wa supa ka ga se se ganelwang wa sala bontsi morago go faposa katlholo;

Leviticus 19:11

“Lo se ka lwa utswa; le gone lo se ka lwa dira ka tsietso, le fa e le go akelana.

Leviticus 19:16-17

O se ka wa tsamaya tsamaya mo bathong ba gaeno o le motsamaisi wa ditshebo, le gone o se ka wa tsenya botshelo jwa wa gaeno mo pitlaganong; ke nna Jehofa. “O se ka wa ila morwa rraago mo pelong ya gago; ruri go kgalemela wa gaeno, o tlaa mo kgalemela, o bo o sa rwale boleo ka ntlha ya gagwe.

Numbers 23:19

Modimo ga se motho yo o ka akang, le gone ga se morwa motho yo o ka ikwatlhayang; kgotsa, a o buile, mme a ga o ketla o se dira? Kgotsa a o ntshitse lentswe, ga o ketla o le tlhomamisa?

Deuteronomy 4:3

Matlho a lona a bonye se Jehofa o ne a se dira ka ntlha ya Baale-peore; gonne banna botlhe ba ba setseng Baale-peore morago, Jehofa Modimo o ba senyeditse ruri mo gare ga gago.

Deuteronomy 5:32

“Ke gone lo tlhokomeleng go dira jaaka Jehofa Modimo wa lona a lo laotse; lo se ka lwa fapogela ntlheng ya le legolo, kgotsa ntlheng ya la molema.

Deuteronomy 8:2-3

O ikgakolole tsela yotlhe e Jehofa Modimo wa gago o go gogileng ka yone, dinyaga tse di 40 tse, mo nageng, gore a go ise tlase, a go leke, a itse se se mo pelong ya gago, boo o tlaa tshegetsa ditaolo tsa gagwe kgotsa nnyaa. O ne a go isa tlase, a go bolaisa tlala, a go otla ka mana, a o ne o sa a itse, le fa e le bone borraeno ba ne ba sa a itse; gore a go itsise fa motho a sa tshele ka dijo di le tsosi, fa e se gore, motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.

Deuteronomy 8:5-6

Le gone o akanye mo pelong ya gago gore jaaka motho a tle a otlhaye morwawe, Jehofa Modimo wa gago o a tla a go otlhaye jalo. O tshegetse ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, go sepela mo ditseleng tsa gagwe, le go mmoifa.

Deuteronomy 11:16

Lo itise, gore dipelo tsa lona di se ka tsa tsietsega, lwa fapoga, lwa direla medimo e sele, lwa e obamela;

Deuteronomy 12:32

“Le fa e le eng se ke se lo laolelang, lo tlhokomele sone go se dira; lo se ka lwa se oketsa le fa e le go se fokotsa.

Deuteronomy 13:1-3

“E re fa go tsoga moperofeti mo gare ga gago, le fa e le molori wa ditoro, mme a go naya sesupo kgotsa segakgamatsi, mme sesupo kgotsa segakgamatsi seo se dirala, se o buileng nao ka ga sone, a re: ‘A re saleng medimo e sele morago, e o iseng o e itse, a re e direleng’; o se ka wa reetsa mafoko a moperofeti yoo, kgotsa molori yoo wa ditoro; gonne Jehofa Modimo wa lona o a lo leka, go itse boo lo rata Jehofa Modimo wa lona ka pelo yotlhe ya lona le ka mowa otlhe wa lona.

Deuteronomy 18:20

Moperofeti yo o tlaa italetsang go bua lefoko ka leina la me, le ke sa le mo laolelang go le bua, kgotsa yo o tlaa buang mo ineng la medimo e sele, moperofeti yoo a a swe.’

Deuteronomy 18:21-22

“Fa o ithaya mo pelong ya gago o re: ‘Re tlaa itse jang lefoko le Jehofa o sa le buang?’ E re fa moperofeti a bua mo ineng la ga Jehofa, mme fa selo seo se sa tle, gongwe se sa dirale, ke sone selo se Jehofa o sa se buang; moperofeti yo o se buileng ka boitaletso, o se ka wa mmoifa.

1 Samuel 15:23

Gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi, le logwadi lo tshwana le tirelo ya medimo ya disetwa le ya mereo. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.”

1 Kings 22:21-23

Ga tswa mowa mongwe wa ya go ema fa pele ga Jehofa wa re: ‘Ke nna ke tlaa mo fepisang.’ Jehofa a o raya a re: ‘Kang?’ Wa re: ‘Ke tlaa tswa ke nna mowa o o akang mo melomong ya baperofeti botlhe ba gagwe.’ Mme a re: ‘O tlaa mo fepisa, le gone o tlaa mo fenya; tswa o ye o dire jalo.’ “Ke gone bona, Jehofa o tsentse mowa o o akang mo melomong ya baperofeti botlhe ba, ba gago; Jehofa o buile bosula ka ga gago.”

2 Chronicles 18:20-22

Ga tswa mowa mongwe, wa ema fa pele ga Jehofa, wa re: ‘Ke tlaa mo fepisa.’ Mme Jehofa a mo raya: ‘Ka eng?’ Wa re: ‘Ke tlaa tswa, mme ke tlaa nna mowa o o akang mo melomong ya baperofeti botlhe ba gagwe.’ A re: ‘Mo fepise, le gone o tlaa fenya; tswa o ye o dire jalo.’ “Ke gone jaana, bona, Jehofa o tsentse mowa o o akang mo melomong ya baperofeti ba, ba gago; Jehofa o buile bosula ka ga gago.”

2 Chronicles 36:15-16

Mme Jehofa, Modimo wa borraabo, a roma kwa go bone ka barongwa ba gagwe, a phakela a ba roma; gonne a utlwela batho ba gagwe botlhoko, le felo ga boago jwa gagwe; mme ba sotla barongwa ba Modimo, ba nyatsa mafoko a gagwe, ba tshega baperofeti ba gagwe, ga tsamaya bogale jwa ga Jehofa jwa tsogela batho ba gagwe, ga tsamaya phodiso ya tlhokafalela ruri.

Job 13:4

Lona lo balogi ba maaka lotlhe fela, lo dingaka tse di se nang tiro.

Psalms 2:1-4

Ana merafe e šakgaletseng, le ditšhaba di tlhatlhanyetsang selo sa boithamako? Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa, le balaodi ba logisanya maano, ka ga Jehofa, le ka Motlodiwa wa gagwe, ba re: “A re kgaoleng dithapo tsa bone, le megala ya bone re e latlhe mo go rona.” Ene yo o dutseng mo magodimong o tlaa tshega; Jehofa o tlaa ba sotla.

Psalms 5:6

O tlaa senya ba ba buang maaka. Jehofa o fedisiwa pelo fela ke monna yo o gakaletseng polao, le wa tsietso.

Psalms 5:9

Gonne ga go na boikanngo mo melomong ya bone; boteng jwa bone ke boikepo ka bosi; memetso ya bone ke phupu e e atlhameng; ba rethefatsa diteme tsa bone.

Psalms 14:1-3

Seeleele mo pelong ya sone se rile: “Ga go na Modimo ope.” Ba bodile, ba dirile ditiro tse di maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo. Jehofa o ne a okomela bana ba batho a le kwa legodimong, gore a tle a bone boo go na le bangwe ba ba tlhaloganyang, ba batla Modimo. Ba fapogile botlhe fela; ba leswefetse mmogo; ga go na ope yo o dirang molemo, nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.

Psalms 31:18

A dipounama tse di akang di nne semumu; tse di sotlang basiami ka makgakga, ka boipelafatso le lonyatso.

Psalms 34:13

O kganele loleme lwa gago mo bosuleng le dipounama tsa gago mo go bueng tsietso.

Psalms 50:16-17

Mme moikepi, Modimo o mo raya o re: “Wena, o dirang ka go bolela melao ya me, fa e bo ne ne fano o tsere kgolagano ya me mo molomong wa gago? Ka e le fa o ila thuto, le mafoko a me o a latlhela kwa morago ga gago.

Psalms 52:2-5

Loleme lwa gago lo loga maano a boikepo tota; jaaka logare lo lo bogale, lo dira ka tsietso. O rata bosula bogolo go molemo; le go aka bogolo go go bua tshiamo. Sela. O rata mafoko otlhe a a senyang, wena loleme lo lo tsietsang. Modimo o tlaa go senya jalo ka bosakhutleng; o tlaa go tsaya o go phamola mo mogopeng wa gago, o tlaa go khumola ka metswe mo lefatsheng la batshedi. Sela.

Psalms 55:21

Legano la gagwe le ne le le borethe jaaka mafura a serethe, pelo ya gagwe yone e ne e le ntwa fela; mafoko a gagwe a ne a gaisa lookwane ka boleta, le fa go ntse jalo e ne e le ditšhaka fela tse di ekilweng.

Psalms 59:12

Ka ntlha ya boleo jwa molomo wa bone, le mafoko a dipounama tsa bone, a ba tshwarwe fela mo bopelompeng jwa bone, le ka ntlha ya go hutsakanya le go aka mo ba go buang.

Psalms 101:7

Yo o dirang tsietso ga a ketla a aga mo teng ga ntlo ya me; yo o buang bolotsana ga a ketla a tlhomama fa pele ga matlho a me.

Psalms 119:118

O nyaditse botlhe ba ba timelwang ke ditao tsa gago; gonne tsietso ya bone ke maaka fela.

Psalms 119:163

Ke ila maaka, a mphedisa pelo ruri; molao wa gago ke a o rata.

Proverbs 1:7

Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso, mme masilo a nyatsa botlhale le thuto.

Proverbs 1:22-23

“Lona ba lo sa tlhalefang, lo tlaa rata botlhoka botlhale ka lobaka lo lo kaye, le basotli go ijesa monate mo go sotleng, le dieleele go ila kitso? Sokologang ka kgalemo ya me; bonang, ke tlaa thela mowa wa me mo go lona, ke tlaa lo itsise mafoko a me.

Proverbs 3:5-7

O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago. O se ka wa nna botlhale mo matlhong a gago; boifa Jehofa, o bo o kgaogane le bosula.

Proverbs 4:24

Molomo o o lesoko o o tlose fa go wena, le dipounama tse di kgopo o di beye kgakala nao.

Proverbs 4:25-27

A matlho a gago a lebele kwa pele, dintshi tsa matlho a gago di lolamele go lebela kwa pele ga gago fela. Lekalekanya tsela ya dinao tsa gago, mme ditselana tsotlhe tsa gago di tlhomamisiwe. O se ka wa fapogela ka fa ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema: tlosa lonao lwa gago lo tswe mo bosuleng.

Proverbs 6:16-19

Go na le dilo di le thataro tse Jehofa o di ilang; ee, di supa tse di mo fedisang pelo, ke tse: Matlho a a kadileng, loleme lo lo akang, le diatla tse di tshololang madi a motho a a se nang molato; pelo e e logang ditlhatlhanyo tsa boikepo, dinao tse di bofefo go sianela kwa bosenying; mosupi wa kako yo o bilolang maaka, le yo o jalang kgotlhang mo baneng ba monna.

Proverbs 9:7-9

Yo o otlhayang mosotli o inaya ditlhong fela; le yo o kgalemelang moikepi o ipaya setshubaba fela. O se ka wa kgalemela mosotli, o ka tla a go ila; kgalemela motho yo o botlhale, mme o tlaa go rata. Naya motho yo o botlhale thuto, mme o tlaa tlhalefa bogolo; ruta motho yo o siameng, mme o tlaa totafala mo thutong.

Proverbs 9:10

Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale; go itse Moitshepi ke yone tlhaloganyo.

Proverbs 12:19

Pounama ya boammaaruri e tlaa tlhomama ka bosakhutleng, mme loleme lo lo akang lo ema ka ponyo ya leitlho fela.

Proverbs 12:22

Dipounama tse di akang ke sefedisa pelo mo go Jehofa, mme ba ba dirang ka boammaaruri ba a mo natefela.

Proverbs 14:5-7

Mosupi wa boikanngo ga a ke a aka, mme mosupi wa tsietso o bilola maaka fela. Mosotli o batla botlhale, mme ga a bo bone, mme kitso e bofefo mo go ene yo o nang le tlhaloganyo. Tsena fa pele ga motho yo o seeleele, mme ga o ketla o lemoga mo go ene dipounama tsa kitso.

Proverbs 14:25

Mosupi wa ammaaruri o golola mewa ya batho, mme yo o bilolang maaka o tsosa tsietso.

Proverbs 15:12

Mosotli ga a rate go kgalemelwa, ga a ketla a ya kwa go yo o tlhalefileng.

Proverbs 17:4

Modirabosula o ela dipounama tsa boikepo tlhoko, le moaki o sekegela loleme lwa basenyi tsebe.

Proverbs 19:5

Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso; le yo o bilolang maaka ga a ketla a falola.

Proverbs 19:9

Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso, le yo o bilolang maaka o tlaa nyelela.

Proverbs 22:10

Lelekela mosotli kwa ntle, mme komang le yone e tlaa tswa, ee, kgang e tlaa khutla le nyatsego.

Proverbs 24:28

O se ka wa nna mosupa molato wa wa gaeno ka bomo; o se ka wa tsietsa ka molomo wa gago.

Proverbs 27:5-6

Kgalemo e e bonatshegang e molemo bogolo go lorato lo lo subegileng. Ditlhabo tse di ntshitsweng ke tsala di boikanngo; mme dikatlo tsa mmaba di dintsi bobe.

Proverbs 29:12

Fa molaodi a reetsa maaka, batlhanka ba gagwe botlhe ke baikepi.

Proverbs 30:5-6

Lefoko lengwe le lengwe la Modimo le lekilwe; one, ke thebe ya ba ba o ikanyang. O se ka wa oketsa mafoko a one, o ka tla wa go kgalemela, mme wa fitlhelwa o le moaki.

Ecclesiastes 7:1

Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone.

Isaiah 1:2-5

Utlwang lona magodimo, o sekege tsebe, wena lefatshe, gonne Jehofa o buile, a re: “Ke otlile ke godisitse bana, mme ba ntsuololetse. Kgomo yone, e itse morui wa yone le esela e itse golo mo e felwang ke mong wa yone teng; mme Iseraele ene ga a itse, batho ba me ga ba gopole.” A morafe wa boleo! A tšhaba e e koegetsweng ke mekgweleo ya boikepo! A losika lwa badira bosula! A bana ba ba dirang ka mokgwa o o bodileng! Ba latlhile Jehofa, ba nyaditse Moitshepi wa Iseraele, ba itshemile dilalo, ba boetse kwa morago. Ana lo sa ntse lo ratelang go ditewa, ka e le fa lo rukhutlha bogolo bogolo? Tlhogo yotlhe e botlhoko, le pelo yotlhe e a idibala.

Isaiah 1:28

Mme tshenyego ya batlodi le ya baleofi e tlaa nna mmogo, le ba ba latlhang Jehofa ba tlaa nyelediwa.

Isaiah 5:20-21

Ija! A bo go latlhega ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba beye lefifi boemong jwa lesedi, le lesedi boemong jwa lefifi; ba beye bokgeme boemong jwa botshe, le botshe boemong jwa bokgeme! Ija! A bo go latlhega ba ba iponang botlhale, ba le matsetseleko mo boiponong jwa bone!

Isaiah 8:13-14

Mme Jehofa wa masomosomo lo itshepise ene; a e nne ene poifo ya lona, mme a e nne ene poborano ya lona. E tlaa nna ene felo ga boitshepo; mme o tlaa bo a le lentswe le le kgopang, le lefika la borumolang, mo matlong a mabedi a Iseraele, a ba a nna seru le mutlwane mo banning ba Jerusalema.

Isaiah 8:20

A go iweng molaong le ditshupong! Fa ba sa bue ka fa lefokong le, ruri ga go ketla go ba phepafalela.

Isaiah 14:12-16

“A bo o kile wa wa kwa legodimong, wena naledi ya masa! Morwa phepafalo ya bosa! A bo o kile wa remelwa fa fatshe, wena yo o kileng wa namalatsa merafe fa fatshe! Mme wa bo o ne o itheile mo pelong ya gago, wa re, o tlaa tlhatlogela kwa legodimong, o tlaa goleletsa setulo sa gago sa bogosi godimo ga dinaledi tsa Modimo; o tlaa dula mo thabeng ya bophuthegelo, kwa dikhutlong tsa lefatshe, ntlheng ya botsheka. Wa re o tlaa tlhatlogela godimo ga bogodimo jwa maru, o tlaa tshwana le Mogodimodimo. Le fa go ntse jalo o tlaa folosediwa mo Bobipong, kwa dikhutlong tsa molete. “Ba ba go bonang ba tlaa go sekaseka ka matlho, ba tlaa go akanya, ba re: ‘Monna yo a ke ene yo o ne a roromisa lefatshe, a reketlisa magosi;

Isaiah 19:3

Mowa wa Egepeto o tlaa dirwa lolea fela fa gare ga lone; mme ke tlaa senya kgakololo ya lone; mme ba tlaa botsa mo medimong ya disetwa, le mo baroming, le mo go ba ba buang le badimo, le mo baloing.

Isaiah 28:7

Ba le bone ba theeketse ka bojalwa jwa mofine, ba timetse ka senoo se se loileng; moperesiti le ene moperofeti, ba theekela ka senoo se se loileng ba kodumeditswe ke bojalwa jwa mofine; ba timetse ka senoo se se loileng, ba marara mo go boneng, ba kwakwaetsa mo katlholong.

Isaiah 29:13

Mme Morena a re: “E re ka batho ba, ba nkatamela, ba ba ba ntlotla ka molomo wa bone le ka dipounama tsa bone, mme ba tloseditse pelo ya bone kgakala le nna; le go mpoifa ga bone e be e le taolo ya batho fela e ba e rutilweng;

Isaiah 29:16

Lo a tle lo pitikolole dilo! A mmopi o tlaa kaiwa, go re, ke ene letsopa; fa e tlaa bo ne ne selo se se dirilweng se ka raya ene yo o se dirileng, se re: “Ga a a ntira;” kgotsa selo se se bopilweng se ka raya ene yo o se bopileng sa re: “Ga a na tlhaloganyo?”

Isaiah 29:24

Le ba ba timelang mo moweng ba tlaa tla mo tlhaloganyong, le ba ba ngongoregang ba tlaa ithuta thuto.”

Isaiah 30:9

Gonne ke tšhaba e e tsuololang, bana ba ba akang, bana ba ba ganang go utlwa molao wa ga Jehofa;

Isaiah 30:10-13

ba ba rayang baboni, ba re: “Se boneng!” Le baperofeti, ba re: “Se re boleleleng dilo tse di siameng, buang le rona ka dilo tse di borethe, lo re bolelele ditsietso!” Ba re: “Tlogang mo tseleng lo fapoge, khutlisang Moitshepi wa Iseraele fa pele ga rona.” Ke gone ka moo go buang Moitshepi wa Iseraele jaana, a re: “E re ka lo nyatsa lefoko le, lo ikanya patiko le tshokamo, lo itlhabetsa ka tsone, ke gone boikepo jo bo tlaa nnang mo go lona jaaka thubego e e gaufi le go wa, e e fapogang mo lorakong lo lo godileng, lo thubagano ya lone e tlang ka tshoganetso le ka ponyo.

Isaiah 44:25

Yo ke tlhokafisang ditshupo tsa baaki, le baitseanape ke ba tsentshang; yo ke busetsang batho ba ba botlhale kwa morago, ke dira kitso ya bone boeleele fela.

Isaiah 56:10-11

Balebedi ba gagwe ba foufetse, botlhe ga ba na kitso; botlhe ke dintša tse di dimumu fela, di retelelwa ke go bogola; di a lora, di a rapama, di rata go otsela fela. Ee, dintša tse di legalegela dijo, ga di kake tsa kgora gope; le ba, ke badisa ba ba sa kakeng ba tlhaloganya, botlhe ba fapogetse kwa mokgweng wa bone, mongwe le mongwe kwa papading ya gagwe, ba tswa ntlheng tsotlhe.

Isaiah 57:4

Lo a bo lo tshameka ka mang? Lo atlhamolosetsa mang molomo, lo laila ka loleme? A ga lo bana ba tlolo, losika lwa maaka.

Jeremiah 5:11-13

Gonne ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta ba dirile ka bolotsana jo bogolo fa pele ga me,” go bua Jehofa. Ba itatotse Jehofa, ba rile: “Ga se ene; le gone bosula ga bo ketla bo tla mo go rona; le gone ga re ketla re bona tšhaka, le fa e le popamo. Baperofeti ba tlaa fetoga phefo, e bile lefoko ga leyo mo go bone; ba tlaa direlwa jalo.”

Jeremiah 5:30-31

Selo se se gakgamatsang le se se tsitlisang marapo se dirafetse mo lefatsheng; baperofeti ba perofesa ka maaka, baperesiti ba laola ka thata ya bone; batho ba me ba rata gore go nne jalo; mme lo tlaa dirang mo bokhutlong jwa gone?

Jeremiah 6:13-14

“Gonne go simolola ka yo mmotlana go ya kwa go yo mogolo mo go bone, mongwe le mongwe o ineetse mo bopelotshetlheng; mme go simolola ka moperofeti go ya moperesiting, mongwe le mongwe o dira ka go ferekana fela. Ba bile ba fodisitse thobego ya batho ba me go le gonnye fela, ba re: ‘Kagiso, kagiso;’ le mororo go se na kagiso.

Jeremiah 9:5-6

Mongwe le mongwe o tlaa tsietsa wa ga gabo, ga ba ketla ba bua boammaaruri; ba rutile diteme tsa bone go bua maaka; ba inaya letsapa la go dira boikepo. Bonno jwa gago bo mo gare ga tsietso; ka ntlha ya tsietso ba gana go nkitse,” go bua Jehofa.

Jeremiah 9:8

Loleme lwa bone ke motswi o o tlisang loso; lo bua tsietso; motho o a tle a bue kagiso le wa ga gabo ka molomo, mme mo pelong a mo laletse.

Jeremiah 14:14-15

Foo Jehofa a nthaya a re: “Baperofeti ba perofesa maaka ka leina la me; ga ke a ba roma, le gone ga ke a ba laola, le fa e le go bua nabo; ba lo perofesetsa ponatshegelo ya maaka, le boitsejwanape, le selo se se seng sepe, le tsietso ya pelo tsa bone. Ke gone ka moo, go bua Jehofa ka ga baperofeti ba ba perofesang ka leina la me, mme ke sa ba roma, le fa go ntse jalo, ba re: ‘Tšhaka le popamo ga di ketla di bonwa mo lefatsheng le;’ a re: Baperofeti bao ba tlaa nyelediwa ke tšhaka le popamo.

Jeremiah 17:5

Jehofa o bua jaana, a re: “Go hutsegile monna yo o ikanyang motho, a ba a dira nama letsogo la gagwe, le yo pelo ya gagwe e tlogelang Jehofa.

Jeremiah 17:9-10

Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e botlhoko thata; e mang yo o ka e itseng? “Nna Jehofa ke fukutsa pelo, ke leka diphilo, e le go naya motho mongwe le mongwe ka fa mekgweng ya gagwe, le ka fa loungong lwa ditiro tsa gagwe.”

Jeremiah 23:9

Ka ga baperofeti. Pelo ya me mo teng ga me e phatlogile, marapo a me otlhe a a phamphanyega, ke ntse jaaka motho yo o tagilweng, le jaaka yo bojalwa jwa mofine bo mo fentseng; ka ntlha ya ga Jehofa, le ka ntlha ya mafoko a gagwe a a boitshepo.

Jeremiah 23:11-12

“Gonne go le moperofeti go le moperesiti ba tlhapafetse botlhe, ee, ke fitlhetse boikepo jwa bone mo ntlong ya me,” go bua Jehofa. “Ke gone ka moo tsela ya bone e tlaa nnang jaaka mareledi mo lefifing; ba tlaa kgweelediwa kwa pele, mme ba tlaa wa mo go one; gonne ke tlaa lere bosula mo go bone, e bong ngwaga wa tshekiso ya bone,” go bua Jehofa.

Jeremiah 23:14-15

Le mo baperofeting ba Jerusalema ke bonye selo se se tsitlisang marapo; ba a akafala, ba sepela ka maaka, ba thatafatsa diatla tsa badira bosula, mme go bo go se ope yo o boang mo boikepong jwa gagwe: botlhe fela ba fetogile, ba ntse jaaka Sotoma mo go nna, le banni ba teng ba ntse jaaka Gomora.” Ke gone ka moo Jehofa wa masomosomo o buang jaana ka ga baperofeti, a re: “Bonang, ke tlaa ba jesa longana, ke tlaa ba nosa metsi a santlhokwe; gonne go tlhapatsa go dule mo baperofeting ba Jerusalema, go ile le lefatshe lotlhe fela.”

Jeremiah 23:16-17

Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Lo se ka lwa reetsa mafoko a baperofeti ba ba lo perofesetsang; ba lo ruta boithamako; ba bua ponatshegelo ya pelo ya bone fela, e seng e e tswang mo molomong wa ga Jehofa. Ba tlhola ba ntse ba raya ba ba nnyatsang, ba re: ‘Jehofa o rile lo tlaa bona kagiso;’ ba reye mongwe le mongwe yo o sepelang ka fa logwading lwa pelo ya gagwe, ba re: ‘Ga go na bosula bope jo bo tlaa tlang mo go lona.’

Jeremiah 23:20-21

Bogale jwa ga Jehofa ga bo ketla bo bowa, go tsamaya a dirafatsa, le go tsamaya a dira maikaelelo a pelo ya gagwe; mo metlheng ya bofelo lo tlaa se tlhaloganya ka botlalo. “Ga ke a roma baperofeti ba, le fa go ntse jalo ba tabogile; ga ke a bua nabo, le fa go ntse jalo, ba perofesitse.

Jeremiah 23:25-29

“Ke utlwile se baperofeti ba se buileng, ba ba perofesang maaka ka leina la me, ba re: ‘Ke lorile, ke lorile.’ Selo se se tlaa nna mo pelong ya baperofeti ba ba perofesang maaka, goleele go le kaye; e bong baperofeti ba tsietso ya pelo tsa bone fela? Ba ba itlhomang ba tlaa lebatsa batho ba me leina la me ka ditoro, tse mongwe le mongwe o di bolelelang wa ga gabo, jaaka borraabo ba ne ba lebala leina la me ka Baale. Moperofeti yo o nang le toro a bolele toro; le yo o nang le lefoko la me, a bue lefoko la me ka boikanngo. Motlhaka ke eng fa o ka tshwantshiwa le mabele?” Go bua Jehofa. “A lefoko la me ga le a nna jaaka molelo?” Go bua Jehofa; “le jaaka noto e e thubaganyang lefika?

Jeremiah 23:31-32

Bonang, ke tlhabana le baperofeti,” go bua Jehofa, “ba ba buang ka diteme tsa bone ba re: ‘A re.’ Bonang, ke tlhabana le ba ba perofesang ditoro tsa maaka,” go bua Jehofa, “ba di bolele, ba timetse batho ba me ka maaka a bone, le ka go ipelafatsa ga bone ga boithamako; le fa go ntse jalo ga ke a ba roma, le fa e le go ba laola; le gone ga ba ketla ba thusa batho ba sepe.” Go bua Jehofa.

Jeremiah 23:34-36

Ka ga moperofeti, le moperesiti, le batho ba ba buang, ba re: ‘Molaetsa wa ga Jehofa ke o,’ ke tlaa betsa motho yoo fela le ntlo ya gagwe. A mongwe le mongwe a bue jaana le wa ga gabo, le mongwe le mongwe a bue le ngwana a rraagwe, a re: ‘Jehofa, o fetotse jang?’ le go re: ‘Jehofa o buileng?’ Lo se ka lwa tlhola lo umaka molaetsa wa ga Jehofa; gonne lefoko la motho mongwe le mongwe e tlaa nna lone molaetsa wa gagwe; gonne lo sentse mafoko a Modimo o o tshedileng, a ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa rona.

Jeremiah 23:38-40

E tlaa re fa lo re: ‘Molaetsa wa ga Jehofa;’ ke gone Jehofa o buang jaana; a re: ‘E re ka lo bua lefoko le, e bong Molaetsa wa ga Jehofa, mme nna ke romile kwa go lona, ka re; Lo se ka lwa bua lwa re: Molaetsa wa ga Jehofa;’ ke gone bonang, ke tlaa lo lebalela ruri, ke tlaa lo latlhela koo, le motse o ke o lo neileng le borraeno, lo tlaa tloga fa pele ga me. Ke tlaa lere kgobo e e sa khutleng mo go lona, le ditlhong tse di sa yeng kae, tse di se ketlang di lebalwa.”

Jeremiah 27:9-10

Ka ga lona, lo se ka lwa reetsa baperofeti ba lona, le fa e le baitseanape ba lona, le fa e le ditoro tsa lona, le fa e le baswabedi ba lona, le fa e le dingaka tsa lona, ba ba buang le lona, ba re: ‘Lo se ka lwa direla kgosi ya Babilone;’ gonne ba lo perofesetsa maaka, go tla ba lo isa kgakala le lefatshe la lona; le gore ke lo leleke, mme lo swe.

Jeremiah 27:14-16

Lo se ka lwa reetsa mafoko a baperofeti ba ba buang le lona, ba re: ‘Lo se ka lwa direla kgosi ya Babilone;’ gonne ba lo perofesetsa maaka. Gonne ga ke a ba roma, go bua Jehofa, mme ba perofesa ka tsietso mo ineng la me; gore ke lo leleke, le gore lo swe, lona le baperofeti ba ba lo perofesetsang.” Gape ke buile le baperesiti le batho botlhe ba, ka re: “Jehofa o bua jaana, a re: Lo se ka lwa reetsa mafoko a baperofeti ba lona, ba ba lo perofesetsang, ba re: ‘Bonang, dijana tsa ntlo ya ga Jehofa di tlaa akofa di bosiwa kwa Babilone,’ gonne ba lo perofesetsa maaka.

Jeremiah 29:8-9

Gonne Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: “A baperofeti ba lona ba ba mo gare ga lona, le baitseanape ba lona ba se lo tsietse, gape lo se ka lwa reetsa ditoro tsa lona tse lo di lorang. Gonne ba perofesa ka tsietso mo ineng la me; ga ke a ba roma;” go bua Jehofa.

Jeremiah 50:6

“Batho ba me e ntse e le dinku tse di timetseng; badisa ba bone ba ba timeditse, ba ba faposeditse mo dithabeng; ba tlhomagantse thaba le thotana, ba lebetse sebothelo sa bone.

Ezekiel 3:18-21

Ya re fa ke raya moikepi, ke re: ‘Ruri o tlaa swa;’ mme o sa mo tlhagise, o sa bue go tlhagisa moikepi go mo faposa tseleng ya gagwe ya boikepo, go tla o boloka botshelo jwa gagwe; moikepi yoo o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe; mme madi a gagwe ke tlaa a lopa mo seatleng sa gago. Le fa go ntse jalo e re fa o tlhagisa moikepi, mme a sa sokologe mo boikepong jwa gagwe, le fa e le mo tseleng ya gagwe ya boikepo, o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe; mme wena o bo o golotse mowa wa gago. “Gape, ya re fa mosiami a fapoga mo tshiamong ya gagwe, a dira boikepo, mme ke baya sekgopi fa pele ga gagwe, o tlaa swa; e re ka o se ka wa mo tlhagisa, o tlaa swela mo boleong jwa gagwe, mme ditiro tsa gagwe tsa tshiamo tse o kileng a di dira ga di ketla di gakologelwa; mme madi a gagwe ke tlaa a lopa mo seatleng sa gago. Le fa go ntse jalo, ya re fa o tlhagisa mosiami, gore mosiami a se ka a leofa, mme a sa leofe, ruri o tlaa tshela, ka a tlhagisegile; le wena o bo o golotse mowa wa gago.”

Ezekiel 12:24

“ ‘Gonne ga go ketla go tlhola go nna ponatshegelo epe ya boithamako, le fa e le boitsejwanape jo bo borethe mo teng ga kgotla ya Baiseraele.

Ezekiel 13:1-3

Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re: “Morwa motho, perofesa o nyatse baperofeti ba Iseraele ba ba perofesang, o reye ba ba perofesang se e leng sa pelo ya bone fela, o re: ‘Utlwang, lefoko la ga Jehofa.’ “Morena Modimo o bua jaana, a re: Go latlhega baperofeti ba ba dieleele, ba ba salang mowa wa bone morago, mme ba sa bone sepe!

Ezekiel 13:4-7

Wena Iseraele, baperofeti ba gago ba ntse jaaka bophokoje mo mafelong a a kgakgabetseng. Ga lo ise lo palame mo diphatleng, le fa e le go tsosolosetsa ba ntlo ya Iseraele lorako, go tla lo ema mo tlhabanong mo letsatsing la Jehofa. Ba bonye boithamako le boitsejwanape jwa maaka, ba ba reng Jehofa a re a re; mme Jehofa a sa ba roma; mme ba solofeditse batho go re lefoko le tlaa tlhomamisiwa. A ga lo a bona ponatshegelo ya boithamako, a ga lo a bua boitsejwanape jwa maaka, fa e bo ne ne lo tle lo re: ‘Jehofa a re a re’; le mororo ke se ka ka bua?”

Ezekiel 13:8

Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: “Ereka lo buile boithamako, lo bonye maaka, ka re, bonang, ke tlhabana le lona. Go bua Morena Modimo.

Ezekiel 13:9-16

Le seatla sa me se tlaa tlhabana le baperofeti ba ba bonang boithamako, le ba ba buang boitsejwanape jwa maaka; ga ba ketla ba nna mo lekgotleng la batho ba me, le gone ga ba ketla ba kwalwa mo lokwalong lwa maina a ba ntlo ya Iseraele, le gone ga ba ketla ba tsena mo lefatsheng la Iseraele, mme lo tlaa itse fa ka le Morena Modimo. “E re ka, ee, e re ka ba timeditse batho ba me, ba re: ‘Kagiso’; mme go se na kagiso; mme e re fa mongwe a aga lorako, bonang, ba lo batege ka sedilo se se sa dubegang. O reye ba ba lo bategang ka sedilo se se sa dubegang, o re: Lo tlaa wa; go tlaa na pula e e penololang; le lona maje a matona a sefako, lo tlaa wa; mme phefo ya ledimo e tlaa thuba lona lorako. Bonang, e tlaa re lorako lo sena go wa, a ga lo ketla lo rewa go twe: ‘Patego e kae e lo lo bategileng ka yone?’ “Ke gone ka moo, go bua jaana Morena Modimo, a re: ‘Ke tlaa lo thuba fela ka phefo ya ledimo mo tšararegong ya me; mme go tlaa na pula e e penololang mo bogaleng jwa me, le maje a matona a sefako a go lo nyeletsa ka tsubutlo e kgolo. Ke tlaa thuba jalo lorako lo lo lo bategileng ka sedilo se se sa dubegang, ke tlaa lo rutla go ya go fitlha fela mo mmung, go tsamaya motheo wa lone o senolwa; mme lo tlaa wa, le lona lo tlaa nyelediwa mo gare ga lone; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa. “ ‘Ke tlaa dirafaletsa lorako tšararego ya me jalo, le ba ba lo bategileng ka sedilo se se sa dubegang; ke tlaa lo raya ke re: Lorako ga lo tlhole lo le teng, le fa e le ba ba lo bategileng; e bong baperofeti ba Iseraele ba ba perofesang ka ga Jerusalema, le ba ba o bonelang diponatshegelo tsa kagiso, mme go se na kagiso.’ ” Go bua Morena Modimo.

Ezekiel 13:17

“Wena morwa motho, o lebise sefatlhogo sa gago go tlhabana le bomorwadia batho ba ga eno, ba ba perofesang se e leng sa pelo tsa bone fela; mme o perofese o ba nyatse.

Ezekiel 13:22-23

E re ka lo hutsafaditse pelo ya basiami ka maaka, ba ke sa ba hutsafatsang; lo thatafaditse diatla tsa moikepi, gore a tle a se ka a boa mo tseleng ya gagwe ya boikepo, mme a itse go bolokwa a tshela, ke gone ga lo ketla lo tlhola lo bona boithamako, le fa e le go bua maitseanape, mme ke tlaa golola batho ba me mo seatleng sa lona; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa.”

Ezekiel 22:28

Le baperofeti ba lona ba ba bategile ka sebatego se se sa swelang, ba bona boithamako, ba ba perofesetsa maaka, ba re: ‘Morena Modimo o bua jaana;’ le mororo Jehofa a sa bua.

Ezekiel 28:6-7

Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: “E re ka o beile pelo ya gago jaaka pelo ya Modimo; ke gone bona, ke tlaa lere baeng mo go wena, ba ba boitshegang ba merafe; mme ba tlaa somolela bontle jwa botlhale jwa gago ditšhaka, ba tlaa leswefatsa phatsimo ya gago.

Ezekiel 33:3-6

fa e tlaa re a bona tšhaka e tla mo lefatsheng, mme a letsa lonaka, a tlhagisa batho; foo le fa e le mang yo o utlwang tumo ya lonaka, mme a se ka a tlhagisega, fa tšhaka e tlaa e mo tlosa, madi a gagwe a tlaa nna mo tlhogong ya gagwe. O utlwile tumo ya lonaka, mme a se ka a tlhagisega, madi a gagwe a tlaa nna mo go ene: le mororo fa a ka bo a ne a tlhagisega o ka bo a golotse mowa wa gagwe. Mme fa molebedi a bona tšhaka e tla, mme a sa letse lonaka, mme batho ba sa tlhagisiwe, mme tšhaka e tla, e tlosa motho mongwe mo go bone; o tlosiwa mo boikepong jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tlaa a batla mo seatleng sa molebedi.

Ezekiel 33:7-9

“Jalo fela, wena morwa motho, ke go beile molebedi wa ba ntlo ya Iseraele; mme ke gone utlwa lefoko mo molomong wa me, mme o ba neye tlhagiso e e tswang mo go nna. Ya re fa ke raya moikepi, ke re: ‘Wena moikepi, ruri o tlaa swa!’ Mme o sa bue go tlhagisa moikepi gore a tswe tseleng ya gagwe; moikepi yoo o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tlaa a lopa mo seatleng sa gago. Le fa go ntse jalo fa o tlhagisa moikepi ka ga tsela ya gagwe go mo sokolola mo go yone, mme a sa sokologe mo tseleng ya gagwe; o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe, mme wena o bo o golotse mowa wa gago.

Ezekiel 33:14-15

Gape, ya re fa ke raya moikepi ke re: ‘Ruri o tlaa swa;’ fa a sokologa mo boleong jwa gagwe, mme a dira se se laotsweng le se se siameng; fa moikepi a rebola peelo, a busa se o ne a se tsere ka bogodu, a sepela mo ditaong tsa botshelo, a sa dire boikepo bope; ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa.

Ezekiel 33:17-20

“Le fa go ntse jalo bana ba batho ba gaeno ba tle ba re: ‘Tsela ya ga Jehofa ga e lekalekane;’ mme ka ga bone, tsela ya bone ga e a lekalekana. Mogang mosiami o sokologang mo tshiamong ya gagwe, mme a dira boikepo, o tlaa swela fela mo go jone. Mogang moikepi o sokologang mo boikepong jwa gagwe, mme a dira se se laotsweng le se se siameng, o tlaa tshela ka gone. Le fa go ntse jalo lo a tle lo re: ‘Tsela ya ga Jehofa ga e lekalekane.’ Lona ba ntlo ya Iseraele, ke tlaa atlhola mongwe le mongwe wa lona ka fa mekgweng ya gagwe.”

Ezekiel 34:2-6

“Morwa motho, perofesa o nyatse badisa ba Iseraele, perofesa, o ba reye, e bong badisa, o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: A bo go latlhega badisa ba Iseraele ba ba ijesang fela! Badisa a ga ba a tshwanela go fudisa dinku? Lo ja mafura, lo ikapesa ka bobowa, lo tlhaba tse di nonneng; mme ga lo fudise dinku. Tse di bobolang ga lo a di thatafatsa, ga lo a fodisa tse di lwalang, ga lo a fapa tse di robegileng, le gone ga lo a busa tse di lelekilweng, ga lo a batla tse di timetseng; mme lo di laotse ka kgolo le patiko. Di ne di faletse ka go bo modisa a seyo. Tsa nna dijo tsa dibatana tsotlhe tsa naga, mme di ne di faletse. Dinku tsa me tsa timelela mo dithabeng tsotlhe, le mo lekhubung lengwe le lengwe. Ee, dinku tsa me di ne di gasametse mo lefatsheng lotlhe; mme go se na ope yo o di senkang le fa e le go di latela.

Ezekiel 34:8-10

Jaaka ke tshedile, go bua Morena Modimo: Ruri, e re ka dinku tsa me e ne e le dilo tsa go bolawa fela, dinku tsa me tsa nna dijo tsa dibatana tsotlhe tsa naga, ka go bo modisa a na a seyo, le gone badisa ba me ba se ka ba batla dinku tsa me, mme badisa ba ijesa fela, ba se ka ba fudisa dinku tsa me; ke gona, lona badisa utlwang lefoko la ga Jehofa; Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlhabana le badisa; ke tlaa lopa dinku tsa me mo seatleng sa bone, mme ke tlaa ba khutlisa mo go tlholeng ba fudisa dinku; le gone badisa ga ba ketla ba tlhola ba ijesa fela; ke tlaa golola dinku tsa me mo ganong la bone, gore di se nne dijo tsa bone.

Ezekiel 34:17

“Ka ga lona, letsomane la me, Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, ke sekaseka gare ga dihuthsane le dihutshane, mo diphelefung jaaka mo diphokong.

Ezekiel 34:20-22

“Ke gone ka moo Morena Modimo o buang nabo jaana, a re: Bonang, nna e bong nna, ke tlaa sekaseka gare ga dihutshane tse di nonneng le dihutshane tse di mokodue. Ereka lo kgorometsa ka lotlhakore le ka lerudi, lo šegola tse di lwalang tsotlhe ka dinaka tsa lona, go tsamaya lo di falaletsa kwa ntle; ke gone ka moo ke tlaa bolokang letsomane la me, mme ga le ketla le tlhola le nna kgapo; ke tlaa sekaseka gare ga dihutshane le dihutshane.

Ezekiel 35:13

Lo inkgodiseditse ka molomo, lo intsifaleditse mafoko a lona, ke go utlwile.”

Hosea 4:6

Batho ba me ba senyegile ka go tlhoka kitso; ereka o ganne kitso, le nna ke tlaa go gana, gore o se nne moperesiti wa me, e re ka o lebetse molao wa Modimo wa gago, le nna ke tlaa lebala bana ba gago.

Hosea 4:12

Batho ba me ba lopa kgakololo mo sesaneng sa bone, tsamma ya bone e ba kakanyetse; gonne mowa wa boaka o ba timeditse, mme ba akafetse ba dule mo Modimong wa bone.

Micah 3:5-7

Jehofa o bua jaana ka ga baperofeti ba ba timetsang batho ba me; ba ba lomang ka meno mme ba kue, ba re: “Kagiso,” mme yo o sa tsenyeng sepe mo ganong la bone, ba mmaakanyetse ntwa fela; ke gone ka moo go tlaa nnang bosigo mo go lona, gore lo se ka lwa nna le ponatshegelo; go tlaa nna lefifi go lona, gore lo se ka lwa dira boitseanape; letsatsi le tlaa phirimela baperofeti, le motshegare o tlaa nna montsho fela mo godimo ga bone. Baboni ba tlaa tlhajwa ke ditlhong, le baitseanape ba tlaa silofala. Ee, ba tlaa ipipa melomo botlhe, gonne go se na karabo epe ya Modimo.

Micah 3:11

Ditlhogo tsa bone di atlhola ka tuelo, baperesiti ba bone ba ruta ka go thapiwa ka tuelo, le baperofeti ba bone ba bua boitseanape ka madi, le fa go ntse jalo ba tle ba ikaege Jehofa ba re: “A Jehofa ga a mo gare ga rona? Ga go bosula bope jo bo tlaa tlang mo go rona.”

Zechariah 8:16-17

Dilo tse a e nne tsone tse lo di dirang. A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le wa ga gabo; atlholang katlholo ya boammaaruri le kagiso mo dikgotleng tsa lona; go se nne ope wa lona yo o gopolang bosula mo pelong ya gagwe ka ga wa ga gabo; lo se ka lwa rata ikano epe ya tsietso; gonne dilo tsotlhe tse ke dilo tse ke di ilang.” Go bua Jehofa.

Zechariah 10:2

Gonne mereo e buile boithamako, le baitseanape ba bonye maaka; ba boletse ditoro tsa tsietso, ba gomotsa ka lefela; ke gone ka moo ba tsayang tsela ya bone jaaka dinku, ba patikegile, ka gobo go se na modisa.

Zechariah 11:17

A bo go latlhega modisa yo o se nang molemo, yo o tlogelang letsomane! Tšhaka e tlaa nna mo letsogong la gagwe le mo leitlhong la gagwe le legolo; letsogo la gagwe le tlaa omelelela ruri, leitlho la gagwe le legolo le tlaa fifalela ruri.”

Zechariah 13:2-5

“Go tlaa dirala mo motlheng oo,” go bua Jehofa wa masomosomo, “go re, ke tlaa kgaola maina a medimo ya disetwa a tswa mo lefatsheng, ga a ketla a tlhola a gakologelwa; gape, ke tlaa dira gore baperofeti le ba mowa o o maswe ba tswe mo lefatsheng. Go tlaa dirala go re e tlaa re fa mongwe a sa ntse a tlaa perofesa, foo rraagwe le mmaagwe ba ba mo tsetseng ba tlaa mo raya, ba re: ‘Ga o ketla o tshela; gonne o bua maaka ka leina la ga Jehofa;’ mme rraagwe le mmaagwe ba ba mo tsetseng, ba tlaa mo phololetsa mogang o perofesang. “Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, baperofeti, mongwe le mongwe wa bone, o tlaa tlhajwa ke ditlhong ka ga ponatshegelo ya gagwe, mogang o perofesang, le gone ga ba ketla ba apara kobo e e bobowa go tsietsa. Mme o tlaa re: ‘Ga ke moperofeti wa sepe, ke molemi fela wa mmu, gonne e sa le ke le lekau, ka dirwa motlhanka.’

Malachi 2:7-9

“Gonne dipounama tsa moperesiti di tshwanetse go tshegetsa kitso, mme batho ba tshwanetse go botsa molao mo molomong wa gagwe; gonne ke ene morongwa wa ga Jehofa wa masomosomo. Mme lona lo fapogile tsela; lo kgopisitse batho ba le bantsi mo molaong; lo bodisitse kgolagano ya ga Lefi.” Go bua Jehofa wa masomosomo. “Ke gone ka moo le nna ke lo dirileng batho ba ba nyatsegileng, le ba ba maswe fa pele ga batho botlhe, ka fa lo se kang lwa tshegetsa ditsela tsa me ka gone, mme lo tlhokometse sebele sa batho mo molaong.”

Matthew 5:10-12

Go sego ba ba bogiseditsweng tshiamo; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. “Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me. Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.

Matthew 5:17-19

“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela. Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele. Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo.

Matthew 7:3-6

O lebelang selabe se se mo leitlhong la wa gaeno, mme o sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago? Kgotsa o tlaa raya wa gaeno jang o re: ‘Mma ke ntshe selabe se se mo leitlhong la gago;’ mme bona, mosipuri ke oo o mo leitlhong la gago? Moitimokanyi ke wena, ntsha mosipuri o o mo leitlhong la gago pele; foo o tlaa bona sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la wa gaeno. “Lo se ka lwa naya dintša se se itshepileng, le gone lo se ka lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe, gore e se re kgotsa tsa di gataka ka ditlhako, mme tsa menoga tsa gagola lona.

Matthew 7:13-14

“Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.

Matthew 7:15

“Lo itise mo baperofeting ba e seng bone, ba ba tlang mo go lona ba apere jaaka dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang.

Matthew 7:19-20

Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. Ke gone lo tlaa ba itse ka loungo lwa bone.

Matthew 7:21-23

“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’

Matthew 12:32

Le fa e le mang yo o tlaa buang lefoko le le nyatsang Morwa Motho, o tlaa go itshwarelwa; mme le fa e le mang yo o tlaa buang lefoko le le nyatsang Mowa o o Boitshepo, ga a ketla a go itshwarelwa, le fa e le mo lefatsheng leno, le fa e le mo go le le tlang.

Matthew 13:13-14

Ke gone ka fa ke buang nabo ka ditshwantsho ka teng; ka gobo le fa ba lebile, ga ba bone, le fa ba reeditse, ga ba utlwe, le gone ga ba tlhaloganye. Polelelopele ya ga Isaia e ba dirafaletse e e rileng: “ ‘Go utlwa lo tlaa nna lo utlwa, mme ga lo ketla lo tlhaloganya gope, le go leba lo tlaa nna lo leba, mme ga lo ketla lo bona gope;

Matthew 13:18-23

“Ke gone, utlwang setshwantsho sa mojadi. E a re fa mongwe a utlwa lefoko la bogosi, a sa le tlhaloganye, foo yo o bosula a tle a phamole se se jadilweng mo pelong ya gagwe. Yo ke ene wa peo e e jaletsweng fa tseleng. Wa peo e e jadilweng fa go leng matlapa, ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le tshole ka boitumelo; le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene, o tle a eme ka lobakanyana fela; mme e re mogang go tsogang patiko kgotsa pogiso ka ntlha ya lefoko, a akofe a kgopiwe. Wa peo e e jadilweng mo mitlweng ke yo o utlwang lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe le tsietso ya mahumo, di hupetse lefoko mme a ungologe. Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye; ke ene ruri yo o ungwang, mme go ungwa ga gagwe gongwe go nne lekgolo, gongwe go nne 60, mo gongwe 30.”

Matthew 15:3

Mme a ba fetola a re: “Ke go reng fa le lona lo tlola molao wa Modimo ka ntlha ya mekgwe ya lona?

Matthew 15:8-9

‘Tšhaba e, e ntlotla ka dipounama; mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. Ba nkobamelela lefela, ka e a tle e re ba ruta, dithuto tsa bone e be e le dipolelo tsa batho fela.’ ”

Matthew 15:13-14

A ba fetola a re: “Setlhatshana sengwe le sengwe se Rre wa legodimo o sa se tlhomang, se tlaa kumolwa ka medi. Ba leseng; ke bagogi ba ba foufetseng. Fa sefofu se goga sefofu, di tlaa wela mmogo mo kgatamping.”

Matthew 16:11-12

Ana go ntse jang lo sa lemoge fa ke ne ke sa bue le lona ka ga dinkgwe? Mme e le gore lo itise mo sebedisong sa Bafarisai le Basadukai.” Foo ba tlhaloganya fa a sa ba tlhagise ka ga sebediso sa senkgwe, mme e le ka ga thuto ya Bafarisai le Basadukai.

Matthew 16:23

Mme ene a retologa, a raya Petere a re: “Tloga fa pele ga me Satane; gonne o sekgopi mo go nna; ka gobo ga o tlhokomele dilo tsa Modimo, fa e se dilo tsa batho fela.”

Matthew 18:15-17

“Fa wa gaeno a go leofetse, ya o mo kaele molato wa gagwe lo le babedi fela; e tlaa re fa a go utlwile o tlaa bo o gapile wa gaeno. Mme fa a gana go utlwa, a go ye mongwe fela, le fa e le ba le babedi nao, gore lefoko lengwe le lengwe le tlhomamisiwe ka melomo ya basupi ba le babedi, le fa e le ba le bararo. Mme fa a gana go utlwa bone, ya o bolelele phuthego; mme fa a gana go utlwa le yone phuthego, mo go wena o mo kaye jaaka moditšhaba fela, le mokgethisi.

Matthew 22:18

Jesu a lemoga bolotsana jwa bone a re: “Lo ntalelelang, baitimokanyi ke lona?

Matthew 23:1-5

Foo Jesu a bua le matshutitshuti a batho, le barutwa ba gagwe, a re: “Bakwadi le Bafarisai ba dutse mo setulong sa ga Moše. Ke gone tsotlhe tse ba di lo rayang, lo di dire, lo di tlhokomele; mme lo se ka lwa dira ka fa ditirong tsa bone; gonne ba tle ba bue, mme ba se ke ba dire. Ee, ba tle ba bofe merwalo e e bokete, e e botlhoko go rwalwa, mme ba e beye mo magetleng a batho; mme bone ka bosi ga ba ke ba e tshikinya, le fa e le ka monwana wa bone. Ditiro tsotlhe tsa bone ba di dira gore di bonwe ke batho, ba atlhamolose difelaketere tsa bone, ba golole makantsa a diaparo tsa bone.

Matthew 23:6-12

Ba rate bonno jo bo kwa pele mo medirong, le ditulo tse di kwa pele mo matlong a thuto; le ditumediso mo marekelong, le go bidiwa ke batho, ba re: ‘Rabi.’ Mme lona, lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne Moruti wa lona o mongwe fela, mme lona lotlhe lo bomorwa Rraalona. Lo se ka lwa bitsa ope rraeno mo lefatsheng; gonne Rraeno o mongwe fela yo o kwa legodimong. Le gone lo se ka lwa bidiwa Beng, gonne Mong wa lona o mongwe fela, e bong Keresete. Yo o leng mogolo bogolo mo go lona o tlaa nna modiredi wa lona. Le fa e le mang yo o tlaa ikgodisang, o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.

Matthew 23:13-15

“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo tswaletse batho bogosi jwa legodimo; gonne, lona ga lo tsene, le ba ba reng ba a tsena, ga lo ba letlelele go tsena. A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Lo suputsa matlo a batlholagadi, mme ya re lo ntse lo dira jalo lo golole merapelo e le seipato fela. Ke gone lo tlaa bonang tshekiso e kgolo bogolo. “A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo dikologa lewatle le lefatshe, gore lo tle lo ikgapele motho a le mongwe fela wa tšhaba; mme e re a sena go fetolwa jalo, lo mo ntshe ngwana wa molete wa molelo, yo o bileng a gaisa lona sebedi.

Matthew 23:23-28

“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Lo tle lo kgethe sa bosome sa ditlhatshana tsa rothwe le thoma le mosukujwane, mme lo tlogetse dilo tsa molao tse di boima bogolo di sa dirwa, e bong tshiamiso le kutlwelobotlhoko, le boikanngo; tse lo ne lo tshwanetse go di dira, le tse dingwe lo sa di lese di sa dirwa. Bagogi ba ba foufetseng ke lona, lo tlhotlha lo ntsha montsana, mme kamela lo e metse fela. “A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo a tle lo tlhatswe bokafantle jwa senwelo le sejana, mme mo teng go bo go tletse tse di tswang patikong le tlhapelong. Mofarisai wa sefofu ke wena, tlhatswa pele bokafateng jwa senwelo le sejana, gore bokafantle jwa sone le jone bo nne bontle. “A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo tshwana le diphupu tse di sweufaditsweng, tse di bonalang di le dintle ka fa ntle, mme mo teng di tletse marapo a baswi, le boitshekologo jotlhe fela. Fela jalo le lona, ka fa ntle lo bonala mo bathong jaaka e ketse lo siame, mme mo teng lo bo lo tletse boitimokanyo, le boikepo.

Matthew 23:29-35

“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo aga diphupu tsa baperofeti, lo kgabisa difikantswe tsa basiami, mme lo re: ‘Fa re ka bo re ne re le teng mo metlheng ya borraetsho, re ka bo re se ka ra dumalana nabo mo go bolayeng baperofeti.’ Jalo lo bo lo itshupa fa lo le bana ba batho ba ba bolaileng baperofeti. Ke gone tlaleletsang borraeno seelo sa molato wa bone! Dinoga ke lona, le lotsalo lwa dišaušawane, lo tlaa falola jang mo tshekisong ya molete? Ke gone bonang, ke roma baperofeti, le babotlhale le bakwadi, kwa go lona. Bangwe ba bone lo tlaa ba bolaya lo ba bapola; bangwe ba bone lo tlaa ba seola mo matlong a lona a thuto, lo ba bogisa go tswa motseng go ya motseng o mongwe, gore go wele mo go lona molato otlhe wa madi a basiami a a tsholotsweng mo lefatsheng, go simolola ka madi a ga Abele mosiami, go tla mading a ga Sakaria morwa Barakia, yo lo mmolaetseng fa gare ga felo ga boitshepo le sebeso.

Matthew 24:4-5

Jesu a ba fetola a re: “Lo itise gore ope a se ka a lo timetsa. Gonne batho ba le bantsi ba tlaa tla ka leina la me ba re: ‘Ke nna Keresete;’ mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi.

Matthew 24:10-12

Foo ba le bantsi ba tlaa kgopiwa, ba tlaa okana ba ilana. Baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tlaa tsoga, mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi. E tlaa re ka boikepo bo tlaa bo bo ntsifetse, lorato lwa bontsi bogolo lo tlaa tsidifala.

Matthew 24:24-25

Gonne go tlaa tsoga boKeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tlaa bonatsa ditshupo tse dikgolo, le dikgakgamatso; gore fa go ka nna jalo, ba timetse le ba e leng baitshenkedwi ka bosi. Bonang, ke lo boletletse go sa le gale.

Matthew 24:35

Legodimo le tlaa feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a ketla a feta.

Matthew 28:18-20

Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Morwa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.”

Mark 4:14-20

Mojadi o jala lefoko. Ba ke bone ba ba fa tseleng, kwa lefoko le jalwang teng. Mme e a re ba sena go utlwa, Satane a akofe a tle, a tlose lefoko le le jadilweng mo go bone. Jalo le bone ba ba jadilweng fa go matlapa, ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo; mme ga ba na modi mo go bone ka bosi, ba tle ba eme ka lobakanyana fela; e re mogang go tsogang patikego, kgotsa pogiso, ka ntlha ya lefoko, ba akofe ba kgopiwe. Ba bangwe ke ba ba jadilweng mo mitlweng; bao ke ba ba utlwileng lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe, le tsietso ya mahumo, le dithato tsa dilo tse dingwe, di hupetse lefoko, mme ba ungologe. Mme ba ke ba ba jadilweng mo mmung o o molemo; ba utlwa lefoko, ba le tshole, ba ungwe 30, le 60, le 100.”

Mark 7:6-7

A ba raya a re: “Isaia o boletse sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ba tšhaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna. Ba nkobamelela lefela, ka ba ruta ka dithuto tse e leng melao ya batho fela.’

Mark 7:8-9

“Lo tlogela taolo ya Modimo, lo tshegeditse mekgwa ya batho fela.” A ba raya a re: “Lo ganela ruri taolo ya Modimo, gore lo tshegetse mekgwa ya lona.

Mark 13:22-23

Gonne go tlaa tsoga boKeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tlaa ntsha ditshupo le dikgakgamatso, gore ba tle ba timetse baitshenkedwi fa go ka nna jalo. Mme lona lo itise; bonang, ke lo boleletse dilo tsotlhe go sa le gale.

Mark 13:31

Legodimo le tlaa feta le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.

Luke 4:4

Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a ketla a tshela ka senkgwe se le sosi.’ ”

Luke 6:26

“Go latlhega lona, mogang batho botlhe ba buang sentle ka ga lona, gonne borraabo ba diretse baperofeti ba tsietso fela jalo!

Luke 6:39-40

“Le gone a bua setshwantsho nabo a re: A sefofu se ka goga sefofu? A ga di ketla di wela mmogo mo kgatamping? Morutwa ga a mogolo go feta moruti wa gagwe; mongwe le mongwe mogang o itekanelang o tlaa nna jaaka moruti wa gagwe.

Luke 8:11-15

“Mme jaana setshwantsho ke se: Peo ke lefoko la Modimo. Ba ba fa tseleng ke ba ba utlwileng; foo go tle diabolo a tlose lefoko mo pelong tsa bone, gore ba se ka ba dumela mme ba bolokwa. Ba ba fa go leng letlapa ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole lefoko ka boitumelo; bao, e re ka ba sena modi, ba dumele ka lobakanyana fela; mme mo motlheng wa thaelo ba tenege. Tse di wetseng mo mitlweng, ke ba ba utlwileng, mme ba re ba ntse ba tswelela pele ba hupediwa ke ditlhodiego, le mahumo, le ditlhapelo tsa botshelo jono, ba se ke ba ungwe loungo lope lo lo itekanetseng. Tse di mo mmung o o molemo ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba le tshware thata mo pelong e e siameng, e e molemo, mme ba ungwe loungo ka bopelotelele.

Luke 8:17-18

“Gonne ga go a fitlhega sepe se se ketlang se bonatshiwa; ga go sepe se se sa itsegeng se se se ketlang se itsiwe, se tswela kwa leseding. “Ke gone, itiseng, ka fa lo utlwang ka teng; gonne le fa e le mang yo o nang le sengwe, ke ene o tlaa newang; mme le fa e le mang yo o se nang sepe, go tlaa tlosiwa mo go ene le se o itlhomang a na naso.”

Luke 16:17

Go ka nna bofefo legodimo go feta le lefatshe, bogolo go tlhakanyana nngwe ya molao go tlhaela.

Luke 21:8

Mme a re: “Itiseng gore lo se timediwe; gonne batho ba le bantsi ba tlaa tla ka leina la me, ba ikaya ba re: ‘Ke nna ene;’ ba ba ba re: ‘Motlha o atametse.’ Ka re: Lo se ka lwa ba sala morago.

Luke 21:33

Go tlaa feta legodimo le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.

John 2:24-25

Jesu a se ka a ba ikanya go ba ineela, gonne a itse batho botlhe; gape o ne a sa tlhoke gore ope a supe ka ga motho; gonne ene ka esi a itse se se mo mothong.

John 3:18-20

“Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe.

John 4:23-24

Lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baobamedi ba ammaaruri ba tlaa obamelang Rara ka lone, ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe. Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.”

John 7:16-17

Jesu a ba fetola a re: “Thuto ya me, ga se ya me; ke ya yo o nthomileng. Fa motho le fa e le mang a rata go dira go rata ga gagwe, o tlaa itse ka ga thuto, gore a e tswa mo Modimong, kgotsa ke ipuisa fela.

John 7:19-20

A Moše ga a a lo naya molao, le fa go ntse jalo go bo go se ope wa lona yo o dirang molao? Lo senkelang go mpolaya?” Batho ba bantsi ba mo fetola ba re: “O na le diabolo; e mang yo o senkang go go bolaya?”

John 7:24

Se atlholeng ka fa ponong ya matlho, mme atlholang ka katlholo e e siameng.”

John 8:12

Jesu a ba a bua nabo a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.”

John 8:31-32

Jesu a raya Bajuta bao ba ba dumetseng mo go ene, a re: “Fa lo nna mo lefokong la me, foo lo bo lo le barutwa ba me ruri; lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”

John 8:43-44

Ana ga lo tlhaloganyetseng puo ya me? Ke ka gobo lo sa ka ke lwa utlwa lefoko la me. Lo ba ga rraeno diabolo, le dithato tsa ga rraeno ke tsone tse lo ratang go di dira. Ene o sa le a nna mmolai le mo tshimologong, mme a se ka a ema mo boammaaruring, ka go ne go se na boammaaruri mo go ene. E re fa a bua maaka, o bua mo e leng ga gagwe, gonne ke moaki, le rra one maaka.

John 8:47

Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; ke gone ka fa lo sa a utlweng ka gone, ka gobo lo se ba Modimo.”

John 9:39-41

Jesu a re: “Ke tletse katlholo mo lefatsheng leno, gore ba ba sa boneng ba bone; le gore ba ba bonang ba foufale.” Bafarisai ba ba neng ba na nae ba utlwa dilo tse, mme ba mo raya ba re: “A le rona re foufetse?” Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo ne lo foufetse lo ka bo lo se na boleo; mme ke fa, lwa re, lo a bona; boleo jwa lona bo sa le teng.

John 10:1-5

“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o sa tseneng ka kgoro mo sakeng la dinku, mme a pagama ka go sele, ke ene legodu le senokwane. Mme yo o tsenang ka kgoro, ke modisa wa dinku. Ene molebedi wa kgoro o a tle a mmulele; mme dinku di utlwe lentswe la gagwe; a bitse tse e leng dinku tsa gagwe ka maina, a di bolotse. E re a sena go bolotsa tse e leng tsa gagwe tsotlhe, a di etelele pele, dinku di mo sale morago; gonne di itse lentswe la gagwe. Mme moeng ene, ga di ketla di mo sala morago, mme di tlaa mo tshaba; gonne ga di itse lentswe la baeng.”

John 10:12-13

Yo o thapilweng ka tuelo, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, o bona phiri e tla, a tlogele dinku, a tshabe; mme phiri e di tshware, e di falatse. O tshaba ka gobo e le mothapiwa ka tuelo fela, a sa re sepe ka dinku.

John 12:37-40

Mme le fa a ne a dirile ditshupo tse dintsi tse fa pele ga bone, ga ba a ka ba dumela mo go ene; gore lefoko la ga Isaia moperofeti le dirale, le o le buileng a re: “Morena, mang yo o dumetseng polelo ya rona? Le letsogo la Morena le senoletswe mang?” Ba ne ba retelelwa ke go dumela ka ntlha ya gone mo, gonne Isaia o bile a re: “O ba foufaditse matlho, a thatafatsa pelo tsa bone; e se re kgotsa ba bona ka matlho, ba lemoga ka pelo, ba boa, mme ka ba fodisa.”

John 12:48

Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo.

John 14:6

Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.

John 14:15

“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.

John 14:17

e bong Mowa wa boammaaruri, o lefatshe le sa ka keng la o tshola; gonne ga le o bone, ga le o itse; lona lo a o itse; gonne o ntse le lona, mme o tlaa nna mo go lona.

John 14:26

Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, yo Rara o tlaa mo romang ka leina la me, ene o tlaa lo ruta dilo tsotlhe; o tlaa lo gakolola tsotlhe tse ke di buileng le lona.

John 15:26

“E tlaa re fa Mogomotsi a tsile, yo ke tlaa mo romang mo go lona, a tswa kwa go Rara, e bong Mowa wa boammaaruri, o o tswang mo go Rara, ene o tlaa supa ka ga me;

John 16:13

Le fa go ntse jalo, mogang one Mowa wa boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o ketla o ipuisa ka osi; mme dilo tse o di utlwang le fa e ka nna dife, ke tsone tse o di buang; mme o tlaa lo bolelela dilo tse di tlaa tlang.

John 17:17

Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri.

Acts 5:3-4

Mme Petere a re: “Ananiase, ana Satane o tlaleditseng pelo ya gago gore o aketse Mowa o o Boitshepo, le go sadisa bontlhanngwe jwa madi a tshimo? A e rile e sa ntse e le teng, a e ne e ntse e se ya gago? Le e sena go rekisiwa, a e ne e ntse e se mo thateng ya gago? Go ntse jang ka o gakologetswe selo se mo pelong ya gago? Ga o a aketsa batho, o akeditse Modimo.”

Acts 7:51

“Lona ba lo thamo di thata, ba lo sa rupang mo dipelong le mo ditsebeng, lo a bo lo ntse lo ganela le Mowa o o Boitshepo. Jaaka borraeno ba kile ba nna ba dira, le lona lo dira jalo.

Acts 20:28

Lo itise, lo bo lo dise letsomane lotlhe, le Mowa o o Boitshepo o lo dirileng baokami ba lone, gore lo otle phuthego ya Modimo e o e rekileng ka madi a one.

Acts 20:29-31

Ke a itse fa e tlaa re ke sena go tsamaya, go tlaa tsena mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleng letsomane; le mo go lona ka losi, go tlaa tsoga banna ba ba buang dilo tse di sokameng, go tla ba itshadisa barutwa morago. Ke gone disang, lo ntse lo gakologelwa fa e kile ya re ka lobaka lwa dinyaga di le tharo, ka nna ka lo gakolola lotlhe ka dikeledi, bosigo le motshegare.

Acts 26:18

O ya go ba budulola matlho, gore ba tswe mo lefifing, ba sokologele mo leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba sokologele mo Modimong, gore ba bone boitshwarelo jwa dibe, le boswa mo go ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’

Romans 1:18

Gonne bogale jwa Modimo jo bo tswang legodimong, bo senoletswe boikepo jotlhe le tshiamololo, ya ba ba beteletseng boammaaruri mo tshiamololong;

Romans 1:20-21

Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato; gonne, le fa ba itsile Modimo, ga ba a ka ba o galaletsa jaaka Modimo, le fa e le go o leboga; ba ithamaka mo go akanyeng ga bone, mme pelo ya bone e e kotlometseng ya fifala.

Romans 1:22

Ya re ka ba ikaya botlhale, ba tswa dieleele fela;

Romans 1:25

Ka ba anantse boammaaruri jwa Modimo ka maaka, ba obamela se se bopilweng, ba se direla bogolo go Mmopi yo o bakwang ka bosaengkae. Amen.

Romans 2:13

Gonne bautlwi ba molao e be e se bone ba ba siameng fa pele ga Modimo, mme ba ba dirang molao ba tlaa siamisiwa.

Romans 3:4

A go se tualo; ee, bogolo a Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe a le moaki; jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o siamisiwe mo mafokong a gago, le gore o fenye mogang o tlang mo tshekong.”

Romans 3:11-13

ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo; ba fapogile botlhe, ba tlhobosegile mmogo; ga go ope yo o dirang molemo, le fa e ka bo e le yo mongwe fela. Memetso ya bone ke phupu e e atlhameng; ba bua tsietso ka diteme tsa bone.” “Botlhoko jwa dinoga bo mo dipounameng tsa bone.”

Romans 7:12

Jalo molao o boitshepo, le taolo e boitshepo, e tshiamo, e molemo.

Romans 9:1

Ke bua boammaaruri mo go Keresete, ga ke ake, le segakolodi sa me se supa jaaka nna mo Moweng o o Boitshepo.

Romans 10:2-4

Gonne ke supa ka ga bone fa ba na le tlhaofalo ka ga Modimo, mme e seng ka fa kitsong. Gonne e rile ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, mme ba senka go tlhomamisa e e leng ya bone, ga ba a ka ba ineela mo tshiamong ya Modimo. Gonne Keresete ke bowelo jwa molao, go isa tshiamong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang.

Romans 10:17

Jalo tumelo e tswa mo go utlweng, mme go utlwa go tle ka lefoko la ga Keresete.

Romans 11:8

jaaka go kwadilwe ga twe: “Modimo wa ba naya mowa wa thulamelo, le matlho a gore ba se ka ba bona ka one, le ditsebe tsa gore ba se ka ba utlwa ka tsone, nako e sa ntse e le eno.”

Romans 14:1

Yo o bokoa mo tumelong lo mo amogele, e seng go tsena mo dikgannyeng tse di belaesegang.

Romans 16:17-18

Jaana ke a lo rapela, bagaetsho, ka re, lepang ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso tse di fapaanyeng, le thuto e lo e ithutileng; mme lo kgaogane nabo. Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Keresete, fa e se dimpa tsa bone fela; ba tle ba tsietse dipelo tsa ba ba bopegileng senyana, ka puo ya bone e e borethe, e e ntle.

1 Corinthians 1:21-25

Gonne e rile ka lefatshe, ka botlhale jwa lone, le se ka la lemoga Modimo mo botlhaleng jwa Modimo, ga kgatlha Modimo go boloka ba ba dumelang ka dinyana tsa thero. Ka Bajuta ba lopa ditshupo, le Bagerika ba batla botlhale; mme rona re rera Keresete a bapotswe, e le sekgopiso mo Bajuteng, mme mo go Baditšhaba e le dinyana fela; mo go ba ba biditsweng, Bajuta le Bagerika, re rera Keresete, e le nonofo ya Modimo, le botlhale jwa Modimo. Ka gobo dilo tsa Modimo tse di kaiwang dinyana, di botlhale bogolo go batho; le tsa Modimo tse di kaiwang bokoa, di nonofile bogolo go batho.

1 Corinthians 2:1-5

Nna bagaetsho, e rile ke ya koo go lona, ka bo ke sa ye ka bontle jwa puo, le fa e le jwa botlhale, ke lo bolelela bosaitsiweng jwa Modimo. Gonne ke ne ke ikaeletse gore ga nketla ke itse sepe mo go lona, fa e se Jesu Keresete, le ene a bapotswe. Ka nna le lona ke le mo bokoeng, le mo poifong, le mo bogolong jwa thoromo. Puo ya me le go rera ga me, ga se ka ga ema ka mafoko a a mafatshwa a botlhale, fa e se ka tshupetso ya Mowa, le ya nonofo, gore tumelo ya lona e se ka ya ema mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo nonofong ya Modimo fela.

1 Corinthians 2:6-8

Le fa go ntse jalo re bua botlhale mo go ba ba itekanetseng; mme e be e le botlhale bongwe jo e seng jwa lefatshe leno, le fa e le jwa babusi ba lefatshe leno, ba ba tswang lefela fela. Mme re bua botlhale jwa Modimo ka bosaitsiweng, e bong botlhale jo bo ntseng bo fitlhilwe, jo Modimo o bo laoletseng kgalaletso ya rona gale pele ga dipopo. E le jo go seng ope wa babusi ba lefatshe leno yo o bo itseng; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morena wa kgalalelo.

1 Corinthians 2:11-13

Gonne e mang mo bathong yo o itseng dilo tsa motho, fa e se mowa wa motho o o mo go ene? Go ntse fela jalo le dilo tsa Modimo, ga go ope yo o di itseng, fa e se Mowa wa Modimo. Rona re amogetse mowa o e seng wa lefatshe, e le mowa o e leng wa Modimo; gore re tle re itse dilo tse re di newang fela ke Modimo. E le dilo tse re bileng re di bua, e seng ka puo e re e rutwang ke botlhale jwa motho, e le e re e rutwang ke Mowa, re tshwantsha dilo tsa semowa ka dilo tsa semowa.

1 Corinthians 2:14-16

Jaana yo e leng motho wa tlholego, ga a amogele dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne ke dinyana mo go ene; mme ga a ka ke a di itse, ka di sekasekwa ka fa mokgweng wa semowa. Mme yo e leng wa semowa o sekaseka dilo tsotlhe, mme ene ka esi ga a sekasekwe ke motho ope. Gonne mang yo o itsileng mogopolo wa Morena, fa e bo ne ne a ka mo ruta? Mme rona re na le mogopolo wa ga Keresete.

1 Corinthians 3:11

Gonne ga go motho ope yo o ka thayang motheo o sele fa e se o o theilweng, o e leng Jesu Keresete.

1 Corinthians 3:18-20

A go se nne motho ope yo o itsietsang. Fa motho mongwe a ikgopola fa a le botlhale mo go lona mo fatsheng leno, a a tswe seeleele, gore a tlhalefe. Gonne botlhale jwa lefatshe leno ke dinyana mo Modimong. Gonne go kwadilwe ga twe: “Yo o tshwarang batlhalefi mo boferefereng jwa bone;” gape, ga twe: “Morena o itse dikakanyo tsa batlhalefi, fa di le boithamako fela.”

1 Corinthians 9:18

Foo tuelo ya me e be e le eng? Ke go re, e tle e re fa ke rera Mafoko a a Molemo, ke be ke dire gore thero e eme mo go se nang tuelo, gore ke se ka ka ithusa ka botlalo ka tshiamelo ya me mo therong.

1 Corinthians 10:9

Le gone a re se lekeng Morena, jaaka bangwe ba bone ba kile ba mo leka, mme ba bolawa ke dinoga.

1 Corinthians 11:16

Mme fa motho a rata go nna kgang, rona ga re na mokgwa o o ntseng jalo, le fa e le diphuthego tsa Modimo ga di na nao.

1 Corinthians 11:18-19

Gonne sa ntlha, ke utlwa fa e a re fa lo tla mmogo mo phuthegong, go bo go nne le dikgaogano mo go lona; ka ntlha nngwe ke a go dumela. Gonne le gone go tshwanetse fa go ka nna le makoko mo go lona, gore ba ba lebosegang ba bonatshege mo go lona.

1 Corinthians 11:27-32

Ke gone, yo o jang senkgwe, a ba a nwa senwelo sa Morena, a sa tshwanela, o tlaa bo a leofela mmele le madi a Morena. A motho a ipotsise, jalo a itse go ja senkgwe le go nwa senwelo. Gonne yo o jang a nwa, mme a sa lemoge mmele, o ijela a inwela tshekiso fela. Batho ba bantsi mo go lona ba bokoa, ba bile ba botlhoko ka ntlha ya gone moo, mme ba bangwe ba robetse ba le bantsi. Fa re ne re ka itemoga, re ne re se ketla re sekisiwa. Mme e a re fa re sekisiwa, re otlhaiwa ke Morena, gore re se ka ra sekisiwa le lefatshe.

1 Corinthians 14:19-21

Le fa go ntse jalo, mo phuthegong, ke rata ka bua mantswe a le matlhano ka tlhaloganyo ya me, gore ke tle ke rute le ba bangwe, bogolo go go bua mantswe a le 10 000 ka dipuo di sele. Bagaetsho, se nneng banyana mo tlhaloganyong; le fa go ntse jalo, mo kilong lo nne banyana, mme mo tlhaloganyong lo nne banna. Go kwadilwe mo molaong ga twe: “Ke tlaa bua le batho ba ka banna ba dipuo di sele, le ka melomo ya baeng; mme ga ba ketla ba nkutlwa le ka mokgwa o o ntseng jalo,” go bua Morena.

1 Corinthians 14:33-38

Gonne Modimo ga se Modimo wa tlhakatlhakano, fa e se wa kagiso fela, jaaka go ntse mo diphuthegong tsotlhe tsa baitshepi. A basadi ba didimale mo diphuthegong; gonne ga ba a leselediwa go bua; mme a ba nne mo boingotlong, jaaka go bua le one molao. Fa ba rata go itse sengwe, a ba botse banna ba bone kwa gae; gonne ke ditlhong fa mosadi a ka bua mo phuthegong. Ao! A lefoko la Modimo le simogile la tswa mo go lona? Kgotsa a le tletse lona lo le losi? Fa motho mongwe a ithaya a re ke moranodi, kgotsa ke wa semowa, a ke a ele tlhoko dilo tse ke di lo kwalelang, gore ke taolo ya Morena. Fa motho mongwe a se na kitso, a a nne a se na kitso fela.

1 Corinthians 15:1-2

Jaana bagaetsho, ke lo itsise Mafoko a a Molemo a ke a lo reretseng, a le lona lo a amogetseng, le a lo emeng mo go one, a lo bileng lo bolokwa ka one; ka re, ke lo itsise mantswe a ke a lo reretseng, fa lo sa ntse lo a tshegeditse, fa lo se ka lwa dumelela lefela.

1 Corinthians 15:33-34

Lo se ka lwa tsietsega: “Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.” Tsitsibogelang kwa tshiamong, mme se leofeng; gonne bangwe ga ba na kitso ya Modimo; mo, ke go bua go lo tlhabisa ditlhong.

2 Corinthians 2:11

gore Satane a se bone phenyo epe mo go rona; gonne ga re mo lefifing ka ga maano a gagwe.

2 Corinthians 2:14-17

A Modimo o lebogwe, o o ntseng o re etelela pele ka phenyo mo go Keresete, o bile o utlwatsa ka rona lonko lwa kitso ya gagwe mo mafelong otlhe. Gonne re lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo Modimong, mo go ba ba bolokwang, le mo go ba ba latlhegang; mo go ba bangwe e le lonko lwa loso, lo isa losong; mme mo go ba bangwe e le lonko lwa botshelo, lo isa botshelong. E mang yo o lekanyeng dilo tse? Gonne ga re etse ba bantsi, ba ba bapalang ka lefoko la Modimo; re bua mo go Keresete jaaka e le ka bopeloephepa, jaaka e le ka Modimo, jaaka e le mo ponong ya Modimo.

2 Corinthians 3:6

o le one o re neileng go lekana jaaka re le badiredi ka kgolagano e ntšha; e e seng ya ditlhaka tsa lokwalo fela, mme e le ya mowa; gonne ditlhaka tsa lokwalo di a bolaya, mme mowa o a tshedisa.

2 Corinthians 3:14-16

Megopolo ya bone e ne e kgwaraladitswe; gonne le gompieno, fa go balwa kgolagano e kgologolo, losire loo fela lo bo lo sa ntse lo setse, lo sa tlosiwe; mme losire loo lo tlositswe mo go Keresete. Le gompieno, fa Moše a balwa, losire longwe lo sirile dipelo tsa bone, mme e tle e re fa motho a sokologela mo Moreneng, losire lo tlosiwe.

2 Corinthians 4:2-4

Re baketse dilo tse di fitlhegileng tsa ditlhong, re sa tsamaye mo boferefereng, re sa tshware lefoko la Modimo ka tsietso; mme ka go bonatsa boammaaruri, re itira tebosego mo segakoloding sa motho mongwe le mongwe mo ponong ya Modimo. Le gale fa Mafoko a a Molemo a rona a siregile, a siregetse bone ba ba swang; mo go ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumelang, gore lesedi la Mafoko a a Molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela.

2 Corinthians 10:4-6

gonne dibolao tsa ntwa ya rona ga se tsa nama, di nonofile fa pele ga Modimo go diga dikago tsa phemelo tse di thata. Re diga ditlhatlhanyo, le sengwe le sengwe se se tsholetsegileng, se se ikgoleletsang go thiba kitso ya Modimo; re rapela megopolo yotlhe mo kgolegong ya go utlwa Keresete; re bile re iketleeleditse go busolosa botlhokakutlo jotlhe, kutlo ya lona e sena go dirafala.

2 Corinthians 11:3-4

Ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, jaaka noga e tsieditse Efa ka boferefere jwa yone, pelo tsa lona tsa senyega jalo, tsa kgaogana le tshiamo le boitsheko jo bo ntlheng ya ga Keresete. Gonne fa yo o tsileng koo a rera Jesu mongwe o sele, yo re se kang ra mo rera, kgotsa fa lo amogela mowa mongwe o sele, o lo se kang lwa o amogela, kgotsa mafoko a a molemo a sele, a lo se kang lwa a amogela, lo dira sentle jang fa lo iphapaanya nae.

2 Corinthians 11:13-15

Gonne batho ba ba ntseng jalo, ke baaposetole ba e seng bone, ke badiri ba ba tsietsang, ba ba itshwantshang le baaposetole ba ga Keresete fela. Ga se mo go ka gakgamalelwang, gonne Satane le ene o tle a itshwantshe le moengele wa lesedi. Ke gone, e be e se selo se segolo fa batlhanka ba gagwe le bone ba ka itshwantsha le batlhanka ba tshiamo; ba bokhutlo jwa bone bo tlaa nnang ka fa ditirong tsa bone.

2 Corinthians 13:5

Itekeng ka losi bo lo mo tumelong; itlhotlhomiseng ruri. Kgotsa a ga lo ikitse fa Jesu Keresete a le mo go lona? Ke raya fa lo se batlhobogwi.

Galatians 1:6-7

Ke a gakgamala, ka e le fa lo itlhaganela go tloga mo go ene yo o lo bileditseng mo tshegofatsong ya ga Keresete, lo ineela mo mafokong a a molemo a sele; a e bileng e se mafoko a a molemo a sele; mme go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go sokamisa Mafoko a a Molemo a ga Keresete.

Galatians 1:8-9

Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege. Jaaka re buile gale, ke bile ke bua jalo gape ka re: Fa motho mongwe a lo rerela Mafoko a a Molemo a sele, kwa ntle ga a lo a amogetseng, a a hutsege.

Galatians 1:10-12

A ke ntse jaana, a ke lekela ntlheng ya batho, kgotsa ya Modimo? Kgotsa a ke leka go kgatlha batho? Fa ke ne ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo fano ke se motlhanka wa ga Keresete. Gonne ke a lo itsise, bagaetsho, ka ga Mafoko a a Molemo a a rerilweng ke nna, ka re, ga a ka fa mothong. Gonne le nna ga ke a a amogela mo mothong, le gone ga ke a a rutwa, mme a tsile mo go nna ka tshenolo ya ga Jesu Keresete.

Galatians 2:4-5

Mme mo re ganne ka ntlha ya bakaulengwe ba e seng bone, ba ba lerilweng ka bonongwane, ba tla ka bonongwane go tlhola boitaolo jo re nang najo mo go Keresete Jesu, gore ba re tsenye mo kgolegong. Mme bao, le fa e le ka lobaka lwa nako e le nngwe fela, ga re a ka ra ba ikisetsa tlase ka go ba ineela; gore boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo bo nnele ruri mo go lona.

Galatians 2:11-14

E rile Kefase a fitlha mo Antioke, ka mo ganetsa mo matlhong, ka a fitlhelwa a le molato. Gonne e rile pele bangwe ba ba tswang kwa go Jakobe ba ise ba tle, a bo a ja fela le Baditšhaba; e rile bao ba sena go tla a ikgogona, a itomolola ka a boifa ba e leng ba bogwera. Bajuta ba bangwe le bone ba itimokanya nae; le ene Barenabase a ba a tla a fenngwa ke boitimokanyo jwa bone. Mme e rile ke fitlhela ba sa sepela ka tshiamo, ka fa boammaaruring jwa Mafoko a a Molemo, ka raya Kefase fa pele ga bone botlhe ka re: “Fa wena yo o leng Mojuta, o tshela jaaka Baditšhaba, e seng jaaka Bajuta, o patelela Baditšhaba jang gore ba tshele jaaka Bajuta?”

Galatians 3:1

A Bagalatia ba ba dieleele ke lona! Ana lo loilwe e mang, lona ba Jesu Keresete o beilweng ka ponatshego fa pele ga matlho a lona a bapotswe?

Galatians 6:1-3

Bagaetsho, le fa motho a tshwerwe mo tlolong nngwe, lona ba lo leng ba semowa, sokololang yo o ntseng jalo ka mowa wa bonolo; o ntse o ipona, e se re kgotsa le wena wa raelwa. Rwadisanyang merwalo, lo dirafatse molao wa ga Keresete jalo. Gonne fa motho a ithaya a re, o sengwe, le mororo a se sepe, o a itsietsa.

Galatians 6:6-8

Yo o rutwang mo lefokong a a abele yo o rutang dilo tsotlhe tse di molemo. Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.

Ephesians 4:14-15

gore re se ka ra tlhola re le banyana ba go heheutlelwa kwano le kwa le go kgarakgatshiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto, ka boferefere jwa batho, ka bohelepa jo bo latedisang timelo. Mme ka go bua boammaaruri mo loratong, re be re golele ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete;

Ephesians 4:17-18

Ke gone ke bua lefoko le, ke bile ke supa mo Moreneng, ka re, lo se ka lwa tlhola lo sepela jaaka Baditšhaba ba sepela, mo boithamakong jwa dipelo tsa bone. Ka ba fifaditswe mo tlhaloganyong ya bone, ba le baeng ba sa itse botshelo jwa Modimo ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone, ka go kgwaralala ga dipelo tsa bone,

Ephesians 4:25

Ke gone, apolang kako, a mongwe le mongwe a bue boammaaruri le wa ga gabo, gonne mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya yo mongwe.

Ephesians 4:29

A go se tswe puo epe e e bodisang mo melomong ya lona, fa e se e e molemo fela go agelela ka fa go tlhokafalang ka teng, gore e tle e neye ba ba utlwang lesego.

Ephesians 5:6

A motho ope a se ka a lo tsietsa ka mafoko a a lolea fela, gonne bogale jwa Modimo bo tla mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone dilo tseo.

Ephesians 5:8-10

Gonne lo kile lwa ne lo le lefifi, mme jaanong lo lesedi mo Moreneng. Sepelang jaaka bana ba lesedi, – gonne loungo lwa lesedi lo eme mo molemong otlhe, le mo tshiamong, le mo boammaaruring – lo ntse lo lekela go lemoga se se kgatlhang Morena.

Ephesians 5:11

Lo se ka lwa nna le bolekane le ditiro tsa lefifi tse di se nang loungo, mme bogolo lo di kgalemele.

Ephesians 6:12

Gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo.

Ephesians 6:14-17

Ke gone, lo emeng lo itlamile mo dithekeng ka boammaaruri, lo bile lo apere letlatla la tshiamo la sehuba. Le mo dinaong lo bo lo rwele iketleetso ya Mafoko a a Molemo a kagiso. Le mo godimo ga tsotlhe lo bo lo tseye thebe ya tumelo e e leng yone lo tlaa itseng go tima metswi yotlhe e e molelo ya yo o bosula ka yone. Lo tseye tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya Mowa, e e leng lefoko la Modimo;

Philippians 1:9-10

Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong; gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete;

Colossians 2:4

Ke bua jalo gore ope a se ka a lo fora ka bofatshwa jwa puo.

Colossians 2:8

Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.

Colossians 2:18

Ope a se ka a lo tseela sebeelwa kgaiso ka boikokobetso jwa gagwe fela, le ka go obamela baengele, a kgantsha dilo tse o di bonyeng, a budulositswe mabela a lefela ke pelo ya gagwe ya senama;

Colossians 2:20-23

Fa lo ne lo sule le Keresete ka ga ditlhaka tsa kitso ya lefatshe, ke ka ntlha yang fa e bo ne ne lo ineela mo melaong, jaaka e kete lo sa ntse lo tshedile mo lefatsheng, jaaka go twe: “Se tshwareng se ka diatla, se lekeng se ka molomo, se ameng sele!” ka fa ditaolong le dithutong tsa batho, mme go rewa dilo tse di nang le go senyega tsotlhe mo go tshwarweng. Le gale, ke dilo tse di nang le setshwantsho sa botlhale mo kobamelong e e itaolelwang ke motho, le mo boikokobetsong, le mo go tlhokeng go rekegela mmele; mme ga di na thuso go thiba kgatlhego ya nama.

Colossians 3:9-10

Se akalaneng; ka lo apotse motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe; mme lo apere motho yo moša, yo o ntseng a šafalediwa mo kitsong ka fa setshwanong sa yo o mo tlhodileng;

1 Thessalonians 5:21

mme lekang dilo tsotlhe; sone se se molemo lo se tshware thata;

2 Thessalonians 2:3

Ope motho a se ka a lo fora ka mokgwa ope; gonne ga go ketla go dirafala, fa tenego e sa tle pele, le fa monna wa boleo a sa senolwe, yo e leng morwa tatlhego.

2 Thessalonians 2:9-12

E bong ene yo go tla ga gagwe go leng ka fa go direng ga Satane ka thata yotlhe le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso tsa maaka, le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba nyelelang; ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaruri, gore ba bolokwe. Ka ntlha ya gone moo, Modimo wa roma tiro e e timetsang kwa go bone, gore ba tle ba dumele maaka: Gore ba sekisiwe botlhe ba ba se kang ba dumela boammaaruri, mme ba natefelwa ke tshiamololo.

2 Thessalonians 2:15

Ke gone jalo bagaetsho, ka re, emang lo tiile, lo tshegetse dipolelo tse lo di rutilweng, le fa e ka bo e le ka lefoko la molomo, kgotsa ka lokwalo lwa rona.

2 Thessalonians 3:6

Jaana re a lo laola, bagaetsho, mo ineng la Morena wa rona Jesu Keresete, gore lo ikgoge mo go mokaulengwe mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go tlhokomologa molao, a sa tsamaye ka fa dipolelong tse ba di amogetseng mo go rona.

1 Timothy 1:3-7

Jaaka ke go laile, ka re, o tle o sale mo Efeso, jale ka ke ya Maketonia, gore o tle o laye batho bangwe, gore ba se ka ba ruta ka thuto e sele. Le fa e le go tlhokomela mainane le dipalo tse di senang bokhutlo tsa ditshika, e le mo go tlhotlheletsang dikgang fela, bogolo go go tlhotlheletsa tirelo ya Modimo e e emeng mo tumelong; ke sa ntse ke bua jalo le gompieno. Bofelelo jwa tao eo ke lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng, le segakolodi se se molemo, le tumelo e e se nang boitimokanyo. E le dilo tse bangwe ba e rileng ba sena go di fosa ba fapogela kwa go bueng boithamako. Ba eletsa go nna baruti ba molao, le mororo ba sa tlhaloganye se ba se buang, le fa e le se ba tlhomamisang ka ga sone.

1 Timothy 2:4-7

o o ratang gore batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri. Gonne go Modimo o le mongwe fela, go bile go motsereganyi le ene a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi, e bong Keresete Jesu, yo o intshitseng go nna thekololo ya botlhe; e le tshupo e e tlaa supiwang mo metlheng ya yone; e ke laoletsweng go nna moreri le moaposetole wa yone, moruti wa Baditšhaba mo tumelong le mo boammaaruring – ke bua boammaaruri, ga ke ake.

1 Timothy 2:11-14

A mosadi a ithute mo tidimalong ka boineelo jotlhe. Ga ke leseletse mosadi go ruta, le fa e le go dira le taolo mo monneng, fa e se go nna mo tidimalong fela. Gonne Atame o bopilwe pele, mme Efa kwa morago; Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi e rile ka a tsieditswe a wela mo tlolong;

1 Timothy 4:1-2

Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo. Ka boitimokanyo jwa batho ba ba buang maaka, e le ba digakolodi tsa bone di ntseng jaaka e kete di fisitswe ka tshipi e e molelo;

1 Timothy 4:6-7

Fa o gakolola bakaulengwe ka ga dilo tse, o tlaa bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, yo o otlwang ka mafoko a tumelo, le a thuto e e molemo, e o ntseng o e setse morago le gompieno. Mme o gane ditlhamane tse di bosula le tsa sesadi segolo. O itshikinye mo poifomodimong:

1 Timothy 4:11-16

Dilo tse, o di ba laolele o di ba rute. Ope a se ka a nyatsa bokau jwa gago; o nne sekao sa ba ba dumelang, mo puong le mo mokgweng wa go tshela, mo loratong, mo tumelong le mo boitshekong. O tlhokomele go bala, le go laya, le go ruta, ke tle ke tsamaye ke tle. O se ka wa tlhokomologa neo e e mo go wena, e o neilweng ka perofeso e pataganye le peo ya diatla tsa bagolwane. O tle o tlhoafale mo dilong tse; o ineele mo go tsone ka bojotlhe jwa gago; gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo go botlhe. O ipone o bo o bone le go ruta ga gago. O nnele ruri mo dilong tse, gonne ka go dira jalo o tlaa bo o ipoloka o ba o boloka ba ba go utlwang.

1 Timothy 5:17-18

Bagolwane ba ba laolang sentle a ba kaiwe go tshwanela tlotlo sebedi, bogolo ba ba dirang mo lefokong le mo go ruteng. Gonne lokwalo lwa re: “O se ka wa bofa kgomo molomo fa e photha mabele,” gape lwa re: “Modiri o tshwanetswe ke maduo a gagwe.”

1 Timothy 5:19-22

Fa mogolwane a bewa molato, o se ka wa dumela, fa e se ka molomo wa basupi ba le babedi, kgotsa ba le bararo. Ba ba leofang o ba kgalemele mo ponong ya botlhe, gore ba bangwe le bone ba nne mo poifong. Ke go laya mo ponong ya Modimo le ya ga Keresete Jesu, le ya baengele ba ba itshenketsweng, gore o tlhokomele dilo tse ka mo go se nang tlhaolo, o sa dire sepe ka mokgwa wa go rata mongwe. O se ka wa beela motho ope diatla ka potlako, le gone o se ka wa tlhakanela le batho ba bangwe dibe tsa bone; o itshegetse o le mo boitshekong.

1 Timothy 6:3-5

Fa motho mongwe a ruta ka thuto e sele, a sa dumalane le mafoko a a tshedileng, e bong mafoko a Morena wa rona Jesu Keresete, le thuto e e leng ka fa poifomodimong; o ikgogomositse, a sa itse sepe, o kgweleantswe ke dipotso le dikganetsanyo tsa mafoko, tse go tswang bopelotshetlha mo go tsone, le kgang le dikgalo le dipateletso, le ditatalalano tsa batho ba ba bodileng mogopolo, le ba ba latlhegetsweng ke boammaaruri, ba ba itlhomang poifomodimo e le mokgwa wa papadi.

1 Timothy 6:20-21

Timotheo, a ko o dibele sone se o se neetsweng, o ntse o tlhokomologile dipalabalo tsa boithamako, le dikganetsanyo tsa e e bidiwang kitso, mme e se yone; tse bangwe ba e rileng ka ba di dumetse ba fositse ka ga tumelo. Tshegofatso e nne le lona.

2 Timothy 2:14

O ba gakolole dilo tse, o ntse o ba laya mo ponong ya Morena, gore ba se ka ba ganela ka ga mafoko fela, mo go se nang thuso, e le mo go timetsang fela ba ba utlwang.

2 Timothy 2:15-16

O tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo. O tshabe tse e leng dipalabalo tse di bosula; gonne ba ba di tlwaelang ba tlaa tswelela kwa pele mo boikepong.

2 Timothy 2:17-19

Lefoko la bone le tlaa ja jaaka ntho e e kekelang; ba Humenaio le Fileto e leng ba bone; e le batho ba ba fositseng boammaaruri, ba re: “Tsogo ya baswi e setse e fetile,” mme ba ribegetse tumelo ya bangwe. Le fa go ntse jalo motheo o o nitameng wa Modimo o eme fela, ka o na le sekano se, go re: “Morena o itse ba e leng ba gagwe:” Le go re: “A mongwe le mongwe yo o umakang leina la Morena a kgaogane le tshiamololo.”

2 Timothy 2:23-26

O gane dipotso tsa bonyana le tse di se nang kitso, o ntse o itse fa di tsosa dikgang fela. Motlhanka wa Morena ga a a tshwanela go lwa, fa e se go nna bonolo fela mo go botlhe, a le setswerere go ruta, a le boiphapaanyo; a le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang; e tle e re kgotsa Modimo wa ba naya boikwatlhao jwa go fitlha mo kitsong ya boammaaruri. Ba itse go itshomola mo serung sa diabolo, ka ba gapetswe go rata ga Modimo ke motlhanka wa Morena.

2 Timothy 3:2-5

Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo.

2 Timothy 3:6-7

Gonne ba ga bone bao ke ba ba kukunelang mo matlong, ba ya go gapa basadi ba dieleele ba ba tletseng dibe, ba gogwa ke dithato dingwe le dingwe, e le ba ba ntseng ba ithuta, ba sa nonofa gope go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.

2 Timothy 3:8-9

Jaaka Janese le Jamberese ba kile ba ganetsa Moše, le bone bao ba ganetsa boammaaruri jalo; e le batho ba ba bodileng megopolo, e le ditlhobogwa ka ga tumelo. Mme ga ba ketla ba tlhola ba tswelela kwa pele; gonne bosilo jwa bone bo tlaa bonalela batho botlhe, jaaka le jwa bone bale bo dule mme jwa bonala.

2 Timothy 3:12-13

Ee, le botlhe ba ba ratang go tshela ka poifomodimo mo go Keresete Jesu ba tlaa bona pogiso. Mme batho ba ba bosula le batsietsi ba tlaa nna ba sulafalela pele fela ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.

2 Timothy 3:14-17

Mme wena o nnele ruri mo dilong tse o di ithutileng le tse o di tlhomamiseditsweng, ka o itse ba o di ithutileng mo go bone; le jaaka dikwalo tse di boitshepo o sale o di itse mo bonyaneng jwa gago, e le tse di nonofileng go go tlhalefisetsa polokong, ka tumelo e e mo go Keresete Jesu. Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.

2 Timothy 4:2-4

Rera lefoko, o tlhoafale go le lobaka le go se lobaka; o tlhotlhomise, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta. Gonne motlha o tlaa tla o ba se ketlang ba iteseletsa go utlwa thuto e e itekanetseng ka one; mme e re ka ba le ditsebe tse di babanyegang, ba tlaa ikgobokanyetsa baruti ba ba ka fa dikgatlhegong tsa bone. Ba tlaa itsubula mo boammaaruring, ba fapogela kwa mainaneng.

Titus 1:9-16

a ngaparetse lefoko le le ikanyegang, le le leng ka fa thutong, gore a tle a nonofe go laya ka thuto e e itekanetseng, le go fenya baganetsi. Gonne go na le batho ba le bantsi ba ba ganang taolo, e le babui ba ba ithamakang fela, le batsietsi mme bogolo bone ba bogwera, ba melomo ya bone e tshwanetseng go thijwa; e le batho ba ba ribigetsang ba matlo ba le mmogo, ba ruta batho dilo tse di sa tshwanelang, e le gore ba tle ba bone khumo. Mongwe wa bone, e le mokaedi mongwe wa bone, o rile: “Bakerete ke baaki ka gale le ka gale, ba sefolofolo se se maswe, ke dijabele tse di bobodu fela.” Tshupo eo ke boammaaruri. O ba kgalemele thata ka ntlha ya gone moo, gore ba tle ba itekanele mo tumelong. Ba sa tlhokomele mainane a Sejuta, le ditaolo tsa batho ba ba fapogang boammaaruri. Mo go ba ba itshekileng, dilo tsotlhe di itshekile; mme mo go ba ba leswe, le ba ba sa dumeleng, ga go sepe se se itshekileng; mme go le tlhaloganyo ya bone e leswe, le segakolodi sa bone se leswe. Ba re ba itse Modimo; mme ba o itatole ka ditiro tsa bone, ka ba le makgapha, ba le kgopo, ba tlhobosegile ka ga tiro nngwe le nngwe e e molemo.

Titus 2:1-2

Mme wena o tle o bue dilo tse di tshwanetseng thuto e e itekanetseng. Ke go re, a bannabagolo ba itse go ikgapa, ba nne masisi, ba nne mogopolo o o lekalekanyeng, e nne ba ba itekanetseng mo tumelong, le mo loratong, le mo bopeloteleleng;

Titus 2:3-5

le gore basadibagolo le bone ba nne masisi mo mokgweng wa bone, e se bapateletsi, ba sa lemalela bojalwa, e le ba ba rutang batho se se molemo; gore ba rute basadi ba meroba go rata banna ba bone, le go rata bana ba bone. Le go nna mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boitsheko, e le ba ba itirelang mo gae, ba le pelonomi, ba le kutlo mo banneng ba bone, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe.

Titus 2:6-8

Le makau, o ba laye gore ba nne mogopolo o o lekalekanyeng; o ntse o itshupa mo dilong tsotlhe o le sekao sa ditiro tse di molemo; le mo thutong ya gago o itshupe o le pelontle, o le masisi, o le puo ya tlhomamo, e e sa kakeng ya nyadiwa; e tle e re yo o ganetsang a tlhajwe ke ditlhong, a tlhokile sa bosula se o se buang ka ga rona.

Titus 2:9-10

Laya batlhanka gore ba ineele go utlwa ba e leng beng ba bone, ba ba kgatlhe mo dilong tsotlhe; ba sa buse lerumo; ba sa ngobetse, mme ba itshupe boikanngo jotlhe jo bo molemo, gore ba kgabise thuto ya Modimo Moreboloki mo dilong tsotlhe.

Titus 3:9-11

Mme o tshabe dipotso tsa bonyana, le dipalo tsa ditshika, le dikgang le go lwa ka ga molao; gonne ga di na thuso, di bile di boithamako. Motho yo o itomololang mo go ba bangwe, e re a sena go tlhagisiwa gangwe fela, le fa e le gabedi, o mo gane; o ntse o itse fa yo o ntseng jalo a fapogile, o a leofa, go bile go itshekisitse ene.

Hebrews 2:1-3

Ke gone, re tshwanetseng go tlhokomela segolo thata dilo tse di utlwilweng, e se re kgotsa ra di katogelela koo. Gonne fa lefoko le le builweng ka baengele le fitlhetswe le le tlhomamo, mme tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa, ga bona tuelo ya tefiso e e lekalekanyeng; ana rona re tlaa falola jang, fa re tlhokomologa poloko e e kalo? E e rileng e sena go bolelwa pele ka Morena, ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng.

Hebrews 3:12

Lo itise, bagaetsho, e se re kgotsa go bo go ka nna le mo go mongwe wa lona pelo e e bosula, e e sa dumeleng, ya go kgaogana le Modimo o o tshedileng.

Hebrews 3:18-19

Ba o ba ikanetseng, wa re, ga ba ketla ba tsena mo boikhutsong jwa one, e ne e le bomang, fa e se ba ba neng ba le kgopo? Re a bona fa ba reteletswe ke go tsena, ka ntlha ya go tlhoka go dumela.

Hebrews 4:12-13

Gonne lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go feta ditšhaka tsotlhe tse di magale mabedi, mme le tlhabe le ye go kgaoganya pelo le mowa, ditokololo le moko, le bofefo go lemoga megopolo le maikaelelo a pelo. Ga go na sebopiwa sepe se se sa bonatshegeng mo matlhong a one; mme dilo tsotlhe di apogile, di senogile fa pele ga matlho a one o re nang le go dirana nao.

Hebrews 6:4-6

Gonne ka ga bone ba ba kileng ba bonesiwa, ba lekeletsa neo ya selegodimo, mme ba abelwa Mowa o o Boitshepo, mme ba lekeletsa lefoko le le molemo la Modimo, le dinonofo tsa motlha o o tlang, ka ba tlogile ba tenega; bao, go reteletse ruri go ba šafaletsa gape kwa boikwatlhaong, ka ba ipapolela Morwa Modimo seša, ba mo tlhabisa ditlhong mo ponatshegong.

Hebrews 10:26-29

Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe. Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi. Motho yo o nyaditseng molao wa ga Moše o swa fela a sa tlhomogelwe pelo, ka lefoko la basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo. Fa lo gopola, ene yo o gatakileng Morwa Modimo ka dinao, a ba a kaya madi a kgolagano, a o itshepisitsweng ka one, a re, ke selo fela se se sa itshepang, a rumola Mowa wa tshegofatso, ana ene o tlaa kaiwa a tshwanetswe ke petso e e botlhoko bo kae?

Hebrews 12:15-17

Lo ntse lo iketse sedi, e se re kgotsa go bo go le motho mongwe yo o tlhaelang tshegofatso ya Modimo; e se re kgotsa modi mongwe o o galakang wa mela, wa lo tshwenya, mme batho ba le bantsi ba leswefadiwa ka gone; gore e se re kgotsa go bo go le mogokafadi, le fa e le motho yo o tlhapatsang, jaaka Esau, yo o lesitseng botsalwapele jwa gagwe jwa rekwa ka sejonyana se se kgorwang gangwe fela. Gonne lo a itse le gone, jaaka e rile kwa morago ka a eletsa go ja letlhogonolo boswa, a ganwa, le fa a le batlile ka tlhoafalo le ka dikeledi – gonne a se ka a bona ka fa o ka go dirololang ka teng.

Hebrews 13:9

Lo se ka lwa utswiwa dipelo ke dithuto dingwe le dingwe le tsa seeng; gonne go molemo gore pelo e tlhomamisiwe ka tshegofatso, e seng ka dijo, tse e rileng batho ba itapisa ka tsone, ba se ka ba bona thuso mo go tsone.

James 1:3-5

lo ntse lo itse fa go lekwa ga tumelo ya lona go tle go tsose bopelotelele. Lo mme bopelotelele bo dire tiro ya jone e e tletseng, gore lo tle lo nne botlalo le boitekanelo, lo sa tlhaele mo go sepe. Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo o o nayang botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe; mme o tlaa bo newa.

James 1:22-24

Lo nne badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela, lo iphora fela. Gonne fa motho mongwe a le moutlwi wa lefoko, mme a se modiri wa lone, o tshwana le motho yo o iponang sefatlhogo sa gagwe sa tlholego mo seiponing; gonne o a ipona, a tsamaye, a tloge a lebale ka bonako popego ya gagwe ka fa e ne e ntse ka gone.

James 3:1-2

Bagaetsho, lo se ka lwa nna baruti lo le bantsi, ka lo itse fa rona baruti re tlaa bona tshekiso e e bokete bogolo. Gonne re tle re kgopise rotlhe mo dilong di le dintsi. Fa mongwe a sa kgopise mo puong, yoo e be e le motho yo o itekanetseng, yo o nonofileng go kganela le one mmele otlhe.

James 3:5-6

Jalo loleme le lone ke tokololo e potlana, lo bolela dilo tse dikgolo ka go ipelafatsa. Bonang, sekgwa se segolo jang se se tshujwang ka molelo o le monnyennye! Loleme ke molelo; lobopo lwa tshiamololo mo dinameng tsa rona ke loleme, lo e leng lone lo leswefatsang mmele otlhe, lo tshube tikologo yotlhe ya tlholego ya rona, mme lona lo bo lo tshubilwe ka molelo wa molete.

1 Peter 2:7-8

Ke gone botlhokego bo kwa go lona ba lo dumetseng; mme kwa go ba ba sa dumelang: “Lentswe le baagi ba le ganneng, ke lone le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho.” Gape: “Lentswe la kgokgweetso, le lefika la kgopiso,” gonne ba kgweetsega mo lefokong, ka e le ba sa utlweng; e le mo ba bileng ba go laoletswe.

1 Peter 3:10

Gonne ga twe: “Yo o eletsang go rata botshelo, le go bona metlha e e molemo, a kganele loleme lwa gagwe mo bosuleng, le molomo wa gagwe, gore o se bue boferefere bope.

1 Peter 3:15-16

mme lo itshepise Keresete mo dipelong tsa lona e le ene Morena; lo ntse lo iketleeditse ka metlha yotlhe go fetola motho mongwe le mongwe yo o lo botsang ka ga tsholofelo e e mo go lona go re e tswa kae. Le fa go ntse jalo e nne ka boikokobetso le poifo: Lo le segakolodi se se siameng, gore e tle e re mo go se se bosula se ba se buang ka ga lona, bone ba ba kgalang go tshela sentle ga lona mo go Keresete, ba be ba tlhajwe ke ditlhong.

1 Peter 5:8-9

Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang. Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng.

2 Peter 1:20-21

lo ntse lo itse mo pele, gore ga go na polelelopele epe ya dikwalo e e iphuthololelwang ke motho a le mongwe fela. Gonne ga go polelelopele epe e e kileng ya tla ka go rata ga motho fela; mme go bua ga batho ga tswa mo Modimong, ka ba tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo.

2 Peter 2:1-3

Mme go kile ga nna ga tsoga le baperofeti ba e seng bone mo bathong, jaaka le mo go lona go tlaa nna baruti ba e seng bone, ba ba tlaa tsenyang dithuto tse di senyang, ka go kukunela mo teng ba ba ba itatola le yo e leng ene Morena yo o ba rekileng, mme ba iteretse tshenyego e e fefogang. Batho ba le bantsi ba tlaa sala ditiro tsa bone tsa bopepe morago; mme tsela ya boammaaruri e tlaa kaiwa ka bosula ka ntlha ya bone. Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ka ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng.

2 Peter 2:20-21

Gonne fa e tlaa re ba sena go faloloa mo masweng a lefatshe, ka kitso ya Morena le Mmoloki Jesu Keresete, ba ba ba tloga ba itlhakatlhakanya nao, mme ba fenngwa, popego ya morago mo go bao, e tle e befe bogolo go ya pele. Gonne go ka bo go le molemo bogolo mo go bone fa ba ka bo ba se ka ba itse tsela ya tshiamo, bogolo go go re ba sena go e itse, ba tloge ba fularele taola e e itshepileng e ba e neetsweng.

2 Peter 3:16

le jaaka a kwadile mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe, a bua ka ga dilo tse mo go tsone; mo go nang le dilo dingwe gone tse di thata go tlhaloganngwa, tse ba ba se nang kitso le ba ba akgaakgegang ba di sokamisang, jaaka ba dira ka dikwalo tse dingwe, ba ba ba itshenya ka teng.

2 Peter 3:17-18

Ke gone lona baratwa, ka lo itsile dilo tse gale, lo itise, e se re kgotsa lwa katogana le tlhomamo ya lona ka go utswiwa dipelo ke timelo ya baikepi. Mme golang mo tshegofatsong le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete. A kgalalelo e nne go ene, jaanong le ka bosakhutleng. Amen.

1 John 1:5-6

E ke yone taetso e re e utlwileng mo go ene, re bile re e lo bolelela gore, Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go one. Fa re re re na le bolekane le one, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, mme ga re dire boammaaruri.

1 John 2:3-6

Ke gone ka fa re itseng ka teng fa re mo itse, fa re boloka ditaolo tsa gagwe. Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa boloke ditaolo tsa gagwe, o maaka; boammaaruri ga bo yo mo go ene. Mme le fa e le mang yo o bolokang lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo dirilwe boitekanelo mo go ene. Ke gone ka fa re itseng fa re le mo go ene ka teng: Yo o reng o ntse mo go ene, o tshwanetse le ene a bo a tsamaya fela jaaka ene a kile a tsamaya.

1 John 2:26-27

Dilo tse ke di lo kwaletse ka ga ba ba ratang go lo gogela kwa timelong. Mme ka ga lona, tlotso e lo e amogetseng mo go ene e ntse mo go lona, mme ga lo batle gore ope a lo rute; jaaka tlotso ya gagwe e lo ruta ka ga dilo tsotlhe, e le ammaaruri, e se maaka, fela jaaka e lo rutile, nnang fela mo go ene.

1 John 4:1-3

Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng. Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo. Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu, ga se wa Modimo; o ke one mowa wa moganetsa Keresete, o lo o utlwetseng fa o tla; jaanong o setse o le mo lefatsheng.

1 John 4:5-6

Bone ke ba lefatshe; ke gone ba buang jaaka ba lefatshe, mme lefatshe le ba utlwe. Rona re ba Modimo; yo o itseng Modimo o a re utlwa; mme yo o seng wa Modimo ga a re utlwe. Re a itse mowa wa boammaaruri, le mowa wa timelo ka gone moo.

2 John 1:6

Lo ke lone lorato, gore re ke re tsamaye ka fa ditaolong tsa one. E ke yone taolo, fela jaaka lo ntse lwa nna lwa utlwa le mo tshimologong, gore lo ke lo tsamaye mo go one.

2 John 1:7-8

Gonne batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, e bong bone ba ba sa ipoleleng fa Jesu Keresete a tsile mo nameng. Motsietsi ke ene yoo, le moganetsa Keresete. Lo ipone, gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re di dirileng, fa e se gore lo tle lo amogele tuelo e e tletseng.

2 John 1:9-11

Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

3 John 1:9-10

Nkile ka kwalela phuthego lefoko lengwe; mme Dioterefese, yo o eletsang ya bo e le ene tlhogo mo go bone, ga a re tshole. Ke gone, fa ke ka ya koo, ke tlaa gakologelwa ditiro tsa gagwe tse o di dirang, ka a ntse a re balabalela ka mafoko a a bosula; mme le mo, go bo go sa lekane; go le ene ga a tshole bakaulengwe, le ba ba eletsang go dira jalo o a ba itsa, a ba leleke mo phuthegong.

Jude 1:3-4

Baratwa, e rile ke sa ntse ke tlhoafaletse go lo kwalela ka ga poloko e re e tlhakanetseng, ka patelelwa ke pelo gore ke lo kwalele go lo laya, gore lo nne tlhoafalo go ganelela tumelo e e sa leng e neelelwa baitshepi ruri. Gonne go na le batho bangwe ba ba kukunetseng mo teng, e bong ba ba baakanyeditsweng tshekiso e, gale bogologolo; e le batho ba ba sa reng Modimo sepe, ba fetola tshegofatso ya Modimo wa rona bopepe, ba itatola yo e leng ene Mong wa rona le Morena wa rona yo o esi, e bong Jesu Keresete.

Revelation 2:2

Ke a di itse ditiro tsa gago, le letsapa la gago, le bopelotelele jwa gago, le ka fa o sa rateng batho ba ba bosula ka teng, le jaaka o lekile ba ba ipitsang baaposetole, mme e se bone, mme wa fitlhela e le batsietsi fela;

Revelation 2:9

Ke a e itse pitlagano ya gago, le khumanego ya gago – mme o humile – ke a go itse go tlhapatsa ga ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, e le ba phuthego nngwe ya ga Satane.

Revelation 2:14-16

Go na le dilo dingwenyana tse ke di go nyaletsang, ka o na le bangwe koo ba ba dumelang thuto ya ga Balaame, yo o ne a ruta Balake go baya sekgopiso fa pele ga bana ba Iseraele, gore ba je dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le go dira kgokafalo. O bile o na le bangwe ba ba dumelang thuto ya Banikolaitane ka mokgwa o o ntseng jalo. Ka re, o ikwatlhaye; fa go sa nna jalo, ke tlaa ya ka bonako koo go wena, ke tlhabana nabo ka tšhaka ya molomo wa me.

Revelation 2:20

Mme ke go nyaletsa selo se, gore o leseletsa mosadi yo go tweng Jesebele, yo o ipitsang moperofeti wa sesadi; o a ruta, o fepisetsa batlhanka ba me mo kgokafalong, le mo go jeng dilo tse di iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo.

Revelation 3:15-17

Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o se tsididi, o bile o se molelo. Ke rata wa bo o le tsididi kgotsa molelo. E re ka o le motlha fela, o e molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me. Ka o tle o bue o re: “Ke humile, ke bapetse dikhumo, ga ke tlhoke sepe,” mme o sa itse fa o le ene mmenyana, o bile o le serorobi, le lehuma, le bofofu, le bosaikatega.

Revelation 3:19

Botlhe ba ke ba ratang, ke a tle ke ba kgalemele, ke ba otlhaye; ka re, o tlhoafale, o bo o ikwatlhaye.

Revelation 12:9-11

Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo. Ka utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Gompieno go tsile poloka, le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa one; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motshegare le bosigo, o piriganyeditswe kwa tlase. Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.

Revelation 18:4

Ka utlwa lentswe le lengwe le le tswang legodimong le re: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe:

Revelation 18:23

le lesedi la lampa ga le ketla le tlhola le phatsima mo go wena gope; le lentswe la monyadi le la monyadwi, ga le ketla le tlhola le utlwala mo go wena gope; gonne babapatsi ba ba mo go wena e ne e le dikgosana tsa lefatshe; gonne merafe yotlhe e ne e tsiediwa ke boloi jwa gago.

Revelation 19:20

Mme sebatana sa tshwarwa, se na le moperofeti yo e seng ene, yo o dirileng ditshupo mo ponong ya sone, tse o tsieditseng ka tsone ba ba tshwailweng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obamelang setshwantsho sa sone; mme ka bobedi jwa bone ba latlhelwa ba sa tshedile, mo bodibeng jwa molelo jo bo šang ka sulefura.

Revelation 20:2-3

Mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, e e leng Diabolo le Satane, a mo golega kgolego ya dinyaga di le sekete. A mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekeletso, mme a o tswala, a ba a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa merafe, go tsamaya dinyaga tse di sekete di feta pele; morago ga moo o tlaa bona go gololwa ka lobakanyana.

Revelation 20:10

Diabolo yo o ba tsieditseng a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le sulefura, kwa sebatana le moperofeti yo e seng ene le bone ba leng teng; mme ba tlaa tlhokofadiwa motshegare le bosigo, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Revelation 21:8

Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Revelation 21:27

Ga go ketla go tsena mo go one sepe se se itshekologileng gope, le fa e le ene yo o dirang se se makgapha le maaka; fa e se ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa botshelo lwa ga Kwana fela.

Revelation 22:15

Kwa ntle go dintša, le baloi, le bagokafadi, le babolai, le badiredi ba medimo ya disetwa, le mongwe le mongwe yo o ratang a ba a dira maaka.

Revelation 22:18-19

Ke tlhomamisetsa motho mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a polelelopele ya lokwalo lo, ka re: Fa motho mongwe a ka a oketsa, Modimo o tlaa mo okeletsa ka dipetso tse di kwadilweng mo lokwalong lo. Mme fa motho mongwe a ka fokotsa mafoko a lokwalo lo lwa polelelopele, Modimo o tlaa tlosa kabelo ya gagwe mo setlhareng sa botshelo, le mo motseng o o boitshepo, e bong mo dilong tse di kwadilweng mo lokwalong lo.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net