23 – Lorato
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Lorato.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Lorato.
“Ke raya lona ba lo utlwang ke re, ratang baba ba lona, ba ba lo ilang lo ba direle molemo. Lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo gobololang. Ene yo o go fapholang mo lesameng lengwe, mo neele le le lengwe; le yo o go tseelang kobo, le kojana o se ka wa gana ka yone.
”Baratwa, a re rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo. Mongwe le mongwe yo o ratang o tsetswe ke Modimo, o bile o itse Modimo. Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato. Lorato lwa Modimo lo bonatsheditswe rona ka gone moo, ka Modimo o romile Morwa one yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng, gore re tshele ka ene. Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona. Baratwa, fa Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re tshwanetse go ratana.
”Yo o gaufi le go idibala o tshwanetse go bona bopelonomi mo tsaleng ya gagwe; ee, le ene yo o latlhang poifo ya Mothatayotlhe.
”Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.
”Jakobe a direla Ragele dinyaga di supa; tsa nna mo go ene jaaka ekete ke malatsinyana fela, ka ntlha ya lorato lo a mo ratileng ka lone.
”“Tlotla rraago le mmaago, gore malatsi a gago a nne maleele mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.
”“O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena, o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le kgomo ya gagwe, le fa e le esela ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.”
”“Fa o kopana le kgomo ya mmaba wa gago e timetse, gongwe esela ya gagwe, o e busetse ruri kwa go ene. Fa o fitlhela esela ya yo o go ilang e robaditswe ke mokgweleo wa yone, mme o bo o rata go gana go e mo thusetsa, o thusanye nae ruri.
”Jehofa a feta fa pele ga gagwe, a utlwatsa, a re: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri;
”“O se ka wa ila morwa rraago mo pelong ya gago; ruri go kgalemela wa gaeno, o tlaa mo kgalemela, o bo o sa rwale boleo ka ntlha ya gagwe. O se ka wa ipusolosetsa, le fa e le go nna ka pelo e e bosula ka ga bana ba batho ba gaeno; o rate wa gaeno jaaka o ithata; ke nna Jehofa.
”Moeng yo o jakileng mo go lona, a a nne go lona jaaka yo o tsaletsweng mo go lona, o mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto; ke nna Jehofa Modimo wa lona.
”“Fa ngwana wa ga rraago a humanegile, letsogo la gagwe le tlhaela mo go ene; foo o mo thuse, o tlaa go agela jaaka moeng le mojaki. O se ka wa tsaya tuelo mo go ene, le fa e le koketso; o boife Modimo wa gago, gore ngwana wa ga rraago a nne nao. O se ka wa mo neela madi a gago ka go lopa tuelo, le fa e le go mo naya dijo tsa gago go tla o bona koketso.
”Jaana monna yoo, Moše, a bo a le boikokobetso thata go feta batho botlhe ba ba neng ba le mo lefatsheng.
”O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela.
”Ke gone, itse fa Jehofa Modimo wa gago e le ene Modimo, Modimo o boikanngo, o o tlhomamisang kgolagano ya one le boutlwelobotlhoko jwa one, mo go bone ba ba o ratang, le ba ba tshegetsang ditaolo tsa one, go ya le dikokomana di le sekete. Ba ba o ilang, o ba lefele mo matlhong, o ba senye; ga o ketla o nyafalela ene yo o o ilang; o tlaa mo lefela mo matlhong fela.
”O dirisetsa masiela le mosadi wa motlholagadi katlholo, o rata moeng ka go mo naya dijo le diaparo. Ke gone lo rateng moeng, gonne lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto.
”“Ke gone o rate Jehofa Modimo wa gago, mme o tshegetse taolelo ya gagwe, le ditao tsa gagwe, dikatlholo tsa gagwe, le ditaolo tsa gagwe ka metlha yotlhe.
”“Go tlaa dirala gore, e tlaa re fa lo reetsa ditaolo tsa me ka tlhoafalo, tse ke di lo laolelang gompieno, go rata Jehofa Modimo wa lona, le go mo direla ka pelo yotlhe ya lona, le ka mowa otlhe wa lona,
”o se ka wa reetsa mafoko a moperofeti yoo, kgotsa molori yoo wa ditoro; gonne Jehofa Modimo wa lona o a lo leka, go itse boo lo rata Jehofa Modimo wa lona ka pelo yotlhe ya lona le ka mowa otlhe wa lona.
”Ruri o mo neye, mme pelo ya gago e se ka ya hutsafala fa o mo naya; gonne Jehofa Modimo wa gago o tlaa go segofatsa mo tirong yotlhe ya gago, le mo go tsotlhe tse o di bayang seatla, ka ntlha ya selo se. Gonne bahumanegi ga ba ketla ba khutla gope mo lefatsheng; ke gone ke go laolang ka re: ‘Ruri, huporololela ngwana wa ga rraeno seatla, le motlhoki wa gago, le mohumanegi wa gago, mo lefatsheng la gago.’
”A monna mongwe le mongwe a ntshe ka fa o nonofileng ka gone, ka fa tshegofatsong e Jehofa Modimo wa gagwe o e mo neileng.
”Jehofa Modimo wa gago o tlaa go rupisa pelo, le pelo ya losika lwa gago, go tla a lo ratisa Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago gore o tle o tshele.
”gore o rate Jehofa Modimo wa gago, go ineela go utlwa lentswe la gagwe, le go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago, le boleele jwa malatsi a gago; gore o tle o age mo lefatsheng le Jehofa o le ikanetseng borraeno, Aberahame, le Isake le Jakobe, fa a tlaa le ba naya.”
”Go le gosi fela lo tlhokomele thata go tshegetsa taolo le molao, o Moše motlhanka wa ga Jehofa o o lo laoletseng, go rata Jehofa Modimo wa lona, le go sepela mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le go tshegetsa ditaolo tsa gagwe, go ngaparela ene, le go mo direla ka pelo yotlhe ya lona, le ka mowa otlhe wa lona.”
”Se tlholeng lo bua ka mabela bobe jalo, a boitelaganyo bo se tswe mo molomong wa lona; gonne Jehofa ke Modimo wa kitso, mme ditiro di lekanngwa bokete ke ene.
”Ga dirala, e rile a sena go khutla go bua le Saule, mowa wa ga Jonathane wa logakana le mowa wa ga Dafite, Jonathane a mo rata jaaka a ithata. Saule a mo tsaya ka tsatsi leo, mme a se ka a tlhola a mo leseletsa go ya ga gabo kwa ntlong ya ga rraagwe. Foo Jonathane le Dafite ba dira kgolagano ka a mo rata jaaka a ithata. Jonathane a ikapola kobo e e mo go ene, a e naya Dafite, le diaparo tsa gagwe, le e leng yone tšhaka ya gagwe, le bora jwa gagwe, le moitlamo wa gagwe.
”E rile mosimane a sena go tsamaya, Dafite a nanoga a tswa felong gongwe ntlheng ya borwa, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a ikoba gararo; mme ba atlana, ba lela mmogo, ga tsamaya Dafite a sita. Jonathane a raya Dafite a re: “Tsamaya ka kagiso, ka re ikanne roo babedi mo ineng la ga Jehofa, ra re: ‘Jehofa o tlaa nna gare ga me nao, le gare ga losika lwa me le losika lwa gago ka bosakhutleng.’ ” Mme a nanoga a tsamaya; Jonathane ene a boela motseng.
”Yo o gaufi le go idibala o tshwanetse go bona bopelonomi mo tsaleng ya gagwe; ee, le ene yo o latlhang poifo ya Mothatayotlhe.
”Jehofa, gakologelwa mautlwelobotlhoko a gago a manana, le mapelonomi a gago a lorato; gonne a ntse a le gone e sa le bogologolo. O se ka wa gakologelwa maleo a jale ke sa le lekau, le fa e le ditlolo tsa me; o nkgakologelwe ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka ntlha ya molemo wa gago Jehofa.
”Ba ba pelonolo o tlaa ba tsamaisa mo tshiamisong; ba ba pelonolo o tlaa ba ruta tsela ya gagwe.
”Ditsela tsotlhe tsa ga Jehofa di bopelonomi jwa lorato le boammaaruri fela mo go bone ba ba bolokang kgolagano ya gagwe le ditshupo tsa gagwe.
”A ko lo rateng Jehofa, lona lotlhe baitshepi ba gagwe: Jehofa o boloka ba ba ikanyegang, mme o duela ka botlalo yo o dirang ka bopelonomi.
”Bopelonomi jwa gago jwa lorato Jehofa, bo kwa magodimong; boikanngo jwa gago bo fitlha kwa marung. Tshiamo ya gago e tshwana jaaka dithaba tsa Modimo; dikatlholo tsa gago ke lediba le le boteng jo bogolo; Jehofa, o tlamela batho le ditshedi. Ana bopelonomi jwa gago jwa lorato bo botlhokwa jang, Modimo! E bile bana ba batho ba tshabela mo moriting wa diphuka tsa gago.
”O se ka wa ntlhokisa mapelonamagadi a gago Jehofa; a bopelonomi jwa gago jwa lorato le boammaaruri jwa gago bo ntlamele ka gale le gale.
”Go sego yo o gopolang bahumanegi; Jehofa o tlaa mo golola mo motlheng wa bosula. Jehofa o tlaa mo tlamela, a ba a mo tshedisa, mme o tlaa segofala mo lefatsheng. O se ka wa mo neela mo go rateng ga baba ba gagwe. Jehofa o tlaa mo oka a le mo bolaong jwa topetego; o a tle o mo alele bolao jwa gagwe gotlhe fela mo bolwetseng jwa gagwe.
”Nkutlwela botlhoko Modimo, ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gago, o phimole ditlolo tsa me.
”Nkaraba, Jehofa, ka gobo bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo, ka fa bontsing jwa mapelonolo a manana a gago, retologela kwa go nna.
”Gonne wena, Morena, o molemo, o iketleeditse go itshwarela; o bile o letlotlo la boutlwelobotlhoko mo go botlhe ba ba go bitsang.
”Mme wena Morena, o Modimo, o o tletseng pelotlhomogi, o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko le boammaaruri.
”Motho yo o pateletsang wa ga gabo kwa ditshebong, ene ke tlaa mo senya; yo o matlho a a pagameng a na le pelo ya boikgodiso, ga nketla ke mo leseletsa.
”Jehofa o tletse bopelotlhomogi, mme o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko. Ga a ketla a omana ka metlha yotlhe; le fa e le go nna ka bogale ka bosenabokhutlo. Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona. Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo. Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo.
”Mme boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo ntse fela go tswa bosasimologeng go ya bosaengkae mo go ba ba mmoifang, le tshiamo ya gagwe go ya baneng ba bana;
”A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa ka ntlha ya molemo wa gagwe, le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo baneng ba batho! Gonne o kgorisa mowa o o eletsang, le mowa o o bolailweng ke tlala o o kgorise ka molemo.
”Gonne kutlwelobotlhoko ya gagwe ntlheng ya rona e kgolo thata; le boammaaruri jwa ga Jehofa bo eme ka bosakhutleng. Bakang Jehofa.
”Bonang, go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo nngwe fela.
”A ko lo ntshetseng Modimo wa legodimo malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa one bo eme ka bosakhutleng.
”Jehofa o pelotshweu, o tletse pelotlhomogi; o bonya go galefa, mme o na le boutlwelobotlhoko jo bogolo. Jehofa o molemo mo go tsotlhe; mautlwelobotlhoko a manana a gagwe a okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.
”Jehofa o tshegetsa bapelonomi; mme o folosetsa baikepi fa fatshe.
”A boutlwelobotlhoko bo se go tlogele le boammaaruri; o di bofelele mo thamong ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago;
”Nwa metsi mo sedibeletsong se e leng sa gago, le metsi a a elang mo motsweding o e leng wa gago. A metswedi ya gago e tshwanetse go tšheamela koo kwa ntle, le dinoka tsa metsi go ya le mebila fela? A e nne tsa gago o le wesi, mme e seng tsa ba sele nao. A motswedi wa gago o nne sego; mme o itumele mo mosading wa bokau jwa gago. Jaaka tshephe e namagadi e e lorato, le jaaka lefele le le namagadi le le natefang, a mabele a gagwe a go thethebatse ka metlha yotlhe, o nne o tlhapelwe ke lorato lwa gagwe ka metlha yotlhe. Kana morwaaka, o ka bo o ratelang go tlhapelwa ke mosadi yo o leng o sele, wa tlamparela sehuba sa mosadi wa seeng?
”Go na le dilo di le thataro tse Jehofa o di ilang; ee, di supa tse di mo fedisang pelo, ke tse: Matlho a a kadileng, loleme lo lo akang, le diatla tse di tshololang madi a motho a a se nang molato; pelo e e logang ditlhatlhanyo tsa boikepo, dinao tse di bofefo go sianela kwa bosenying; mosupi wa kako yo o bilolang maaka, le yo o jalang kgotlhang mo baneng ba monna.
”Go boifa Jehofa ke go ila bosula; boikgodiso, le bogoma, le mokgwa o o bosula le molomo o o lesoko, ke dilo tse ke di ilang.
”Ke rata bone ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tlaa mpona.
”Kilo e tsosa dikgang, mme lorato lo bipa ditlolo tsotlhe.
”E re fa boikgodiso bo tla, foo go tle ditlhong, mme botlhale bo nna le yo o ikgobalatsang.
”Motho yo o boutlwelobotlhoko o itirela mowa wa gagwe molemo, mme yo o selalome o itshwenya nama ya gagwe.
”Go na le mo go gasegang, mme go totafale bogolo, mme go bile go na le gonoga bogolo go tshwanelo, mme go ise lehumeng fela. Motho yo o fang ka pelontle o tlaa nontshiwa, le yo o nosang le ene ka esi o tlaa nosiwa.
”Yo o rekegelang thupa o ila morwawe, mme yo o mo ratang o tle a mo watlhae go sa le gale.
”Yo o nyatsang wa ga gabo o a leofa, mme yo o tlhomogelang mohumanegi pelo go sego ene.
”Yo o patikang mohumanegi o kgoba Mmopi wa gagwe, mme yo o tlhomogelang motlhoki pelo o a mo tlotla.
”Phetolo e e bonolo e thibosa bogale, mme lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale.
”Jehofa o tlaa epolola ntlo ya ba ba ikgodisang, mme o tlaa tlhomamisa mololwane wa mosadi wa motlholagadi.
”Mongwe le mongwe yo o pelo e e ikgodisang o sefedisapelo mo go Jehofa, le fa seatla se tshwaragana le seatla, ene ga a ketla a tlhoka petso. Boikepo bo tlhapisiwa bo tlosiwa ke boutlwelobotlhoko le boammaaruri, le gone batho ba kgaogana le bosula ka go boifa Jehofa.
”Boikgodiso bo tle bo etelele tshenyego pele, le boipego jwa pelo pele ga go wa. Go bo go le molemo go nna boikokobetso le bakgobaladi, bogolo go go kgaogana thopo le babelafadi.
”Mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.
”Yo o bipang tlolo o batla lorato, mme yo o toutang sengwe o kgaoganya ditsala tse dikgolo.
”Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.
”Loso le botshelo di mo thateng ya loleme, ba ba lo ratang ba tlaa ja loungo lwa lone.
”Yo o itirelang ditsala di le dintsi, o itirela go itshenya, mme go na le tsala e e kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.
”Yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa, mme o tlaa ba a mo duelela tiro ya gagwe e e molemo.
”Keletso ya motho ke selekanyo sa bopelonomi jwa gagwe; mme mohumanegi o molemo bogolo go moaki.
”Go dira tshiamo le tshiamiso go lebosega mo go Jehofa bogolo go tshupelo. Matlho a a kalegileng le pelo e e ikgodisang, le e leng lobone lwa baikepi ke boleo.
”Le fa e le mang yo o thibelang go gala ga mohumanegi ditsebe tsa gagwe, le ene o tlaa gala, mme ga a ketla a utlwiwa.
”Yo o latelang tshiamo le boutlwelobotlhoko, o bona botshelo, le tshiamo, le tlotlo.
”Le fa e le mang yo o dibelang molomo le loleme, o dibela mowa wa gagwe mo ditlalelong. Motho yo o boikgodiso le moipegi, leina la gagwe ke mosotli, o dira ka boitelaganyo jwa o boikgodiso.
”Yo o leitlho le lebang ka molemo o tlaa segofadiwa, gonne o tle a phumusetse mohumanegi dijo tsa gagwe.
”Lelekela mosotli kwa ntle, mme komang le yone e tlaa tswa, ee, kgang e tlaa khutla le nyatsego. Yo o ratang boitsheko jwa pelo, kgosi e tlaa nna tsala ya gagwe ka ntlha ya bontlafalo jwa molomo wa gagwe.
”Fa mmaba wa gago a bolawa ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora o mo nose metsi; gonne o tlaa bo o tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe, mme Jehofa o tlaa go duela.
”Yo o abelang bahumanegi ga a ketla a tlhoka, mme yo o ipipang matlho o tlaa bona phutso gantsintsi.
”Motho yo o bogale o tsosa kgang, le motho yo o gakalang o tletse ditlolo.
”Boikgodiso jwa motho bo tlaa mo isa tlase, mme yo o mowa o kgobaletseng o tlaa bona tlotlo.
”Go dilo di le tharo tse di gakgamatsang bobe mo go nna, ee, go di le nne tse ke sa di itseng: Tsela ya ntswi yo motona mo loaping; tsela ya noga mo lefikeng; tsela ya sekepe mo gare ga lewatle; le tsela ya monna a na le morweetsana.
”O tumololele dimumu molomo wa gago, go tlhabanela botlhe ba ba tlogetsweng ba le mo tatlhegong. Tumolola molomo, o atlhole ka tshiamo, o atlholele bahumanegi le batlhoki.
”O se ka wa potlaka mo moweng wa gago go nna bogale; gonne bogale bo nna mo sehubeng sa dieleele.
”Sefela sa difela, se e leng sa ga Solomone. A a nkatle ka dikatlo tsa molomo wa gagwe; gonne lorato lwa gago lo molemo bogolo go bojalwa jwa mofine. Ditlolo tsa gago di na le monko o o monate; leina la gago le ntse jaaka setlolo se se itshelwang; ke gone ka moo makgarebane a go ratang. Nkgoga, re tlaa siana re go setse morago; kgosi e nkisitse mo matlwaneng a yone; re tlaa itumela re ipela mo go wena, re tlaa umaka lorato lwa gago bogolo go bojalwa jwa mofine; ba go rata ka tshiamo.
”Moratwa wa me, ke go tshwantshitse le pitse mo dikareng tsa ga Faro. Marama a gago a mantle ka metshopho ya moriri, le thamo ya gago ka majana a a tlhokegang a a fololetsweng. Re tlaa go direla metsila ya gouta e na le kgotlwana tsa selefera. E rile kgosi e dutse fa bojelong jwa yone, bolao jwa me jwa nareto jwa utlwatsa monko wa jone. Mo go nna moratwa wa me o ntse jaaka ngatana ya mera, e e lalang fa gare ga mabele ame. Mo go nna moratwa wa me o ntse jaaka lerose la dithunya tsa motlhatswameno mo masimong a mafine a Enegedi. Bona, o montle, moratwa wa me; bona, o montle; matlho a gago a ntse jaaka matseba. Bona o montle, moratwa wa me, ee, o natefo; bolao jwa rona bo bile bo botala.
”Ke sethunya sa tshuse ya Sharone, ke sethunya sa boka sa mekgatšha. Jaaka sethunya sa boka se ntse mo makaikaing, moratwa wa me o ntse jalo mo barweetsaneng. Jaaka setlhare sa moapole se ntse mo ditlhareng tsa sekgwa, moratwa wa me o ntse jalo mo baneng ba basimane. Ka dula mo moriting wa gagwe ka boitumelo jo bogolo, mme loungo lwa gagwe lwa utlwala monate mo ganong la me. O ne a nkisa mo ntlong ya meletlo, mme sekhukhu sa gagwe godimo ga me e ne e le lorato. Nkilola ka ditshwabi tsa mofine, nthudisa ka boapole; gonne ke lwadiswa ke lorato. Letsogo la gagwe la molema le ntshameditse, letsogo la gagwe le legolo le a ntlamparela. Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka ditshephe, le ka dikwalata tsa naga, ka re: Lo se ka lwa tlhotlheletsa, le fa e le go tsosa lorato, go tle go tsamaye go kgatlhege lona pele. A lentswe la moratwa wa me! Bonang, o e tla, a tlola mo dithabeng, a kalapa mo dithabaneng. Moratwa wa me o ntse jaaka tshephe kgotsa kukamana; bonang, o eme ka fa morago ga lorako lwa rona, o okomela teng ka difenseter, o iponatsa ka diphatlhana tsa ditswalo.
”Moratwa wa me o ne a bua, a nthaya a re: “Tsoga moratwa wa me, montlenyana wa me, mme o tle re tsamae. Gonne bona, mariga a fetile, pula e khutlile, e ile; dithunya di bonala mo lefatsheng; motlha wa melodi ya dinonyane o fitlhile, le kodu ya lephoi e utlwala mo fatsheng la rona. Mofeige o budusa dikungwa tsa one tse ditala, le mafine a thuntse, u utlwatsa lonko lwa one. Nanoga moratwa wa me, montlenyana wa me, o tle re tsamaye. Ao, Letseba la me, o mo dipharong tsa mafika, o mo moriting wa felo fa go mokodumetsa; a ke bone sefatlhogo sa gago, a ke utlwe lentswe la gago; gonne lentswe la gago le monate, le sefatlhogo sa gago se sentle. Re tshwareleng diphokoje, e bong diphokojane tse di senyang masimo a mafine; gonne masimo a rona a mafine a thuntse.” Moratwa wa me ke wa me, le nna ke wa gagwe; o hudisa letsomane la gagwe mo dithunyeng tsa masoma. Go tsamaya letsatsi le fefa, le meriti e tloga, o boe, moratwa wa me, mme o nne jaaka tshephe, kgotsa kukamana mo dithabeng tsa Bethere.
”Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka ditshephe, le ka dikwalata tsa naga, go re lo se ka lwa tlhotlheletsa, le fa e le go tsosa lorato, go tle go tsamaye go kgatlhege lona pele. E mang yo o tlhatlogang a tswa kwa nageng jaaka dithogomusi tsa mosi; a nkgisitswe monate ka mura le ka lebano, le ka dikubuelo tsotlhe tsa morekisi.
”Bona, o montle moratwa wa me; bona o montle; matlho a gago a ntse jaaka matseba ka fa teng ga sesiro sa gago; moriri wa gago o ntse jaaka letsomane la dipodi le le robetseng fa mohapheng wa thaba ya Gileate. Meno a gago a ntse jaaka letsomane la dinku tse dinamagadi tse di beotsweng seša, tse di tlhatlogileng mo tlhapisong; tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le bana ba mafatlha, le tse go se nang epe mo go tsone e e swetsweng. Dipounama tsa gago di ntse jaaka tlhale e e ntseng e re, tlere! Molomo wa gago le one o montle; dipupu tsa gago tsa matlho di ntse jaaka kgapetla ya garanate ka fa teng ga sesiro sa gago. Thamo ya gago e ntse jaaka kago e e godileng ya ga Dafite, e e agetsweng polokelo ya dibolao, e go pegilweng menakane e le sekete mo go yone, dithebe tsotlhe tsa banna ba ba dinatla. Mabele a gago a mabedi a ntse jaaka ditshetswana di le pedi, tsa mafatlha tse di hulang mo dithunyeng tsa masoma. Ke tlaa ikela kwa thabeng ya mera, le kwa thabaneng ya lebano go tsamaya letsatsi le fela, le meriti e fofela koo. O montle gotlhe fela moratwa wa me; ga go na setshubaba mo go wena.
”O tsubutse pelo ya me, kgaitsadiaka, mogatsaka; o tsubutse pelo ya me ka leitlho le le lengwe fela la gago, ka mpolokwane o le mongwe fela wa thamo ya gago. Lorato lwa gago lo lontle jang, kgaitsadiaka, mogatsaka! Lorato lwa gago lo molemo jang bogolo go bojalwa jwa mofine! Le lonko lwa ditlolo tsa gago bogolo go dinkgisa monate tsotlhe fela! Dipounama tsa gago, mogatsaka, di rotha jaaka lomepe lwa dinotshe, dinotshe le maši di fa tlase ga loleme lwa gago; lonko lwa diaparo tsa gago lo ntse jaaka lonko lwa Lebanone. Kgaitsadiake, mogatsake ke tshimo e e tswaletsweng, ke sediba se se tswaletsweng, ke motswedi o o kanetsweng. Matlhogela a gago ke tshimo ya digaranate, e e nang le maungo a a tlhokegang; motlhatswameno le ditlhatshana tsa nareto; nareto le saferone, kalamuse le kinamone, di na le ditlhare tsotlhe tsa lebano; mera le aloe, di na le dinkgisa monate tsotlhe tse di itsegeng. O motswedi wa masimo, sediba se se metsi a a tshedileng, le dinokana tse di elelang di tswa Lebanone. Tsoga, wena phefo ya botsheka; o tle, wena borwa; fokela tshimo ya me, gore dinkgisa monate tsa yone di aname. A moratwa wa me a tle mo tshimong ya gagwe, mme a je maungo a gagwe a a tlhokegang.
”Ke tsile mo tshimong ya me, kgaitsadiaka, mogatsaka; ke phuthile mera ya me le senkgisa monate sa me; ke jele lomepe lwa me le dinotshe tsa me; ke nole bojalwa jwa me jwa mafine, le maši. Jang, ditsala; nwa, ee, nwa ka botlalo, wena moratwa. Ke ne ke robetse, mme pelo ya me ya thanya; ka re, ke lentswe la moratwa wa me; yo o kgwanyakgwanyang, a re: “Mpulela, kgaitsadiaka, moratwa wa me, letseba la me, moitekanedi wa me; gonne tlhogo ya me e tletse monyo, le makaodi a me ka marothodi a bosigo.” Ke apotse hempe, ke tlaa e apara jang? Ke itlhapisitse dinao; ke tlaa di leswefatsa jang? Moratwa wa me a tsenya letsogo la gagwe ka letshofa la setswalo, mme pelo ya me ya tseega ka ga gagwe.
”Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema, fa lo bona moratwa wa me, ka re, lo mmolelele fa ke le botlhoko ka lorato. Ana moratwa wa gago e mang bogolo go moratwa yo mongwe? Wena yo o leng montlentle bogolo mo basading, ana moratwa wa gago e mang bogolo go moratwa yo mongwe, fa e bo ne ne fano o re ikanisa jaana?
”Moratwa wa me o mosweu le bohibidu, ke yo o itsegeng bogolo mo go ba ba makgolo a lekgolo. Tlhogo ya gagwe e ntse jaaka gouta e e itshekileng bogolo, makaodi a gagwe a tshophegile, a mantsho jaaka lehukubu. Matlho a gagwe a ntse jaaka matseba fa melapong ya metsi; a tlhapisitswe ka maši; a tlhomilwe sentle. Marama a gagwe a ntse jaaka temana ya ditlhatshana tsa dinkgisa monate, jaaka dimota tsa merogo e e nkgang monate; dipounama tsa gagwe di ntse jaaka masoma, di rotha mera e e metsi. Diatla tsa gagwe di ntse jaaka mehitshana ya gouta e e tsentsweng berule; mmele wa gagwe o ntse jaaka e kete o dirilwe ka naka lwa tlou, o manegilwe disafire. Maoto a gagwe a ntse jaaka maotwana a a emeng metloutlo ya marebela, tse di tlhomilweng mo ditlhakong tsa gouta e e itshekileng; ponalo ya gagwe e ntse jaaka Lebanone, e tlotlometse jaaka masetara. Molomo wa gagwe o monate thata; ee, o montle fela mo go fedileng. Yo ke ene moratwa wa me, yoo ke ene tsala ya me, lona bomorwadia Jerusalema.
”Ke wa gagwe moratwi wa me, le moratwi wa me ke wa me; o hudisa letsomane la gagwe mo gare ga dithunya tsa masoma.
”Thibosa matlho a gago mo go nna, gonne a mphentse. Moriri wa gago o ntse jaaka letsomane la dipodi, le le robetseng fa mohapheng wa Gileate.
”Ana dinao tsa gago di dintle jang di le mo ditlhakong, wena morwadia kgosana! Malokololo a dirope tsa gago a ntse jaaka majana a a tlhokegang; e le tiro ya diatla tsa modiri yo o setswerere. Khubu ya gago e ntse jaaka phafana e e kgolokwane, e go sa tlhokafaleng bojalwa jo bo tlhakantsweng mo go yone; mpa ya gago e ntse jaaka mokoa wa mabele o o dikanyetditsweng ka dithunya tsa masoma. Mabele a gago a mabedi a ntse jaaka ditshetshwana di le pedi tsa mafatlha. Thamo ya gago e ntse jaaka kago e e godileng ya naka lwa tlou; matlho a gago a ntse jaaka makadiba a Hešebone fa kgorong ya Bathe-rabime; nko ya gago e ntse jaaka kago e e godileng ya Lebanone, e e lebileng kwa Damaseko. Tlhogo ya gago mo go wena e ntse jaaka Karemele, le moriri wa tlhogo ya gago o ntse jaaka bohibidu jo bo mokgona; kgosi e golegilwe ke dikgaro tsa one. O montle, o kgatlha jang wena moratwa, ka go natefa! Go gola ga gago go ntse jaaka mokolane, le mabele a gago a ntse jaaka masitlha a mofine. Ka re ke tlaa palama mokolane, ke tlaa tshwara dikala tsa one; a mabele a gago a nne jaaka masitlha a mofine, le lonko lwa mowa wa gago lo nne jaaka boapole; le molomo wa gago o nne jaaka bojalwa jwa mofine jo bo molemo bogolo, jo bo fologelang moratweng wa me sentle, bo buise dipounama tsa ba ba robetseng.
”Ke wa gagwe moratwi wa me, mme keletso ya gagwe e lebile nna. Moratwa wa me, ntlo, a re tswele nageng; re ye go lala mo metsaneng. A re phakelele kwa masimo a mafine; re bone go re a mofine o kukuntse, le go re a dithunya tsa one di phantse, le go re a garanate o thuntse; ke tlaa go naya lorato lwa me teng. Ditholwana tsa maithatiso di ntsha lonko lo lo monate, le maungo mangwe le mangwe a a rategang, a maša le a magologolo, a fa mejakong ya rona, ke a ke a go boloketseng, wena moratwa wa me.
”Letsogo la gagwe la molema le ne le tlaa ntshametsa, letsogo la gagwe le legolo le ne le tlaa ntlamparela.
”Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema, gore lo se tlhotlheletse, le fa e le go tsosa lorato, go tle go tsamaye go kgatlhege lona pele. E mang yo o tlhatlogang a tswa kwa nageng, a ikaegile moratwi wa gagwe? O le fa tlase ga setlhare sa moapole ka go tsosa. Mmaago o ne a ikutlwa go go belegela teng, yo o go belegeng a go elegela teng.
”Mpaya jaaka sekano mo pelong ya gago, jaaka sekano mo letsogong la gago; gonne lorato lo thata jaaka loso; lefufa le bolaloma jaaka phupu, go benya ga lone ke go benya ga molelo, kgabo ya ga Jehofa tota. Metsi a le mantsi ga a kake a tima lorato, le merwalela ga e kake ya lo hupetsa; le fa motho a ka bo a ntshetsa lorato thoto yotlhe ya ntlo ya gagwe, o ne a tlaa nyalediwa ruri fela.
”Matlho a motho o a kadileng a tlaa bokaladiwa, le bopelompe jwa batho bo tlaa obiwa, mme mo letsatsing leo go tlaa godisiwa Jehofa a le esi fela. Gonne go tlaa nna letsatsi la ga Jehofa wa masomosomo mo go sengwe le sengwe se se boikgodiso le bopelompe, le mo go sengwe le sengwe se se tsholetsegileng, mme di tlaa bokaladiwa;
”Yo o pelontle o loga maano a dilo tsa bopelontle; mme o tlaa nna a tswelela mo dilong tsa bopelontle.
”Baditei ka ba neela motlhana wa me, le marama a me ka a neela ba ba khumolang ditedu; sefatlhogo sa me ga ke a ka ka se subela ditlhong le kgwelo ya mathe.
”O ne a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho; monna wa mahutsana, a tlwaetse pelo e botlhoko; a nyadiwa jaaka mongwe yo batho ba mo subelang difatlhogo tsa bone, mme ra se ka ra mo ngoka. Ruri, o ntse a rwele pelodibotlhoko tsa rona, a sikere mahutsana a rona; le fa go ntse jalo ra mo kaya go re, o bediwa fela, a itewa ke Modimo fela, a bogisiwa fela. O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe. Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe; mme Jehofa o kokoanyeditse maikepo otlhe a rona mo go ene. O ne a patikwa, le fa go ntse jalo a ikisa tlase fela, a se ka a ba a tswa molomo; jaaka kwanyana e e gogelwang kwa tlhabong, le jaaka nku e le semumu fa pele ga babeodi ba yone. Ee, ga a ka a tswa molomo gope.
”A ga se go abela ba ba bolailweng ke tlala dijo tsa gago, le go lere mo ntlong ya gago bahumanegi ba ba latlhegileng? O re o bona yo o sa aparang a ga se gore o mo apese? Le gore o se iphitlhele bone ba e leng nama ya gago?
”le gone fa o ntshetsa yo o bolailweng ke tlala pelo ya gago, le yo o bogisiwang fa o mmusetsa pelo; foo lesedi la gago le tlaa tlhaba mo lefifing, le bosabonaleng jwa gago bo tlaa nna jaaka motshegare;
”Ke tlaa umaka mapelonomi a lorato a ga Jehofa, le dipako tsa ga Jehofa ka fa dilong tsotlhe tse Jehofa o di re neileng; le molemo o mogolo wa gagwe ka ga ntlo ya Iseraele, o o o ba neileng ka fa mautlwelong botlhoko a gagwe, le ka fa bontsing jwa mapelonomi a gagwe a lorato.
”Jehofa bogologolo o kile a mponalela, a re: “Ee, ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke gone ka moo ke go gogileng ka bopelonomi jwa lorato.
”Fa e bo ne ne re sa nyelediwe jaana ke ka ntlha ya mapelonomi a ga Jehofa, le ka go bo matlhomoga pelo a gagwe a sa tlhaele. A ntse maša ka meso le meso; boikanngo jwa gago bo bogolo.
”Ka rapela Jehofa Modimo wa me, ka ipolela, ka re: “Morena, Modimo o mogolo le o o boitshegang, yo o tshegetsang kgolagano le boutlwelobotlhoko le ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaolo tsa gagwe.
”“Ke tlaa go ipeelela ka bosakhutleng; ee, ke tlaa go ipeelela ka tshiamo, le ka katlholo, le ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko. Ee, ke tlaa go ipeelela ka boikanyo; mme o tlaa itse Jehofa.
”O go supeditse se se molemo motho ke wena; gape Jehofa o lopang mo go wena, fa e se gore o dire ka tshiamo, le go rata boutlwelobotlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago?
”Batlang Jehofa, lona bakgobaladi botlhe ba lefatshe; ba lo dirileng katlholo ya gagwe; batlang tshiamo, batlang kgobalalo; e ka tla ya re gongwe lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.
”Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago, e le mothata yo o tlaa bolokang; o tlaa go itumelela ka boitumelo, o tlaa ritibala mo loratong lwa gagwe, o tlaa go dudueletsa ka kopelo.”
”“Jehofa wa masomosomo o buile jaana, a re: ‘Atlholang ka katlholo ya mmaanete, lo nne boutlwelobotlhoko le pelotlhomogi, mongwe le mongwe mo go ngwana a rraagwe. Lo se ka lwa patika mosadi wa motlholagadi, le fa e le masiela, le fa e le moeng, le fa e le mohumanegi; a go se nne ope wa lona yo o gopolelang ngwana a rraagwe bosula mo pelong.’
”“Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. Go sego ba ba lelang; gonne ba tlaa gomodiwa. Go sego ba ba pelonomi; gonne ba tlaa rua lefatshe. Go sego ba ba bolawang ke tlala le lenyora ka ntlha ya tshiamo; gonne ba tlaa kgorisiwa. Go sego ba ba kutlwelobotlhoko; gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko. Go sego ba ba pelo di itshekileng; gonne ba tlaa bona Modimo. Go sego ba ba letlanyang; gonne ba tlaa bidiwa bomorwa Modimo. Go sego ba ba bogiseditsweng tshiamo; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. “Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me. Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.
”mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo. Ke gone, fa o isa neo ya gago o le fa sebesong, mme e re o le foo o bo o gakologelwa fa wa gaeno a na le sengwe nao, tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye o letlane le wa gaeno pele, foo o itse go tla o isa neo ya gago.
”“Lo utlwile fa go tulwe: ‘A leitlho le tswelwe ke leitlho, le leino ke leino.’ Nna ke lo raya ke re: Se ganeleng le motho yo o bosula; mme yo o go fapholang ka fa lesameng le legolo, mo neele le le lengwe. Fa motho mongwe a rata a ka bo a go isa tshekong, mme a go tseela morepo, o mme a tseye kobo ya gago le yone. Le fa e le mang yo o go patikelang go tsamaya sebaka sa kilometara e le nngwe fela, ya nae di le pedi. Naya ene yo o go lopang, le yo o ratang go adima mo go wena, o se ka wa mo fularela fela.
”“Lo utlwile fa go tulwe: Rata wa gaeno, mme o ile mmaba wa gago; mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo nne bana ba Rraeno yo o kwa legodimong; gonne ene o tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi la gagwe, a nesetse basiami le basiamolodi pula. Fa e le fano lo rata ba ba lo ratang, e bo e le gore lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo? Le gone fa lo dumedisa bagalona ba le bosi, e bo e le gore lo dirang bogolo go ba bangwe? Baditšhaba le bone a ga ba dire jalo? Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.
”“Lo itise gore lo se dire tshiamo ya lona fa pele ga batho go bonwa ke bone, gonne fa lo dira jalo ga lo na tuelo kwa go Rraeno yo o kwa legodimong. “Ke gone e re fa o ntsha dikatso, o se ka wa letsa lonaka fa pele ga gago, jaaka baitimokanyi ba tle ba dire mo matlong a thuto, le mo mebileng, gore ba nne le tlotlego mo bathong. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse. Mme wena e re fa o ntsha dikatso, a seatla sa gago sa molema se se ka sa itse se seatla sa gago se segolo se se dirang, gore go ntsha dikatso ga gago go nne mo sephiring, mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.
”“Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraeno wa legodimo le ene o tlaa lo itshwarela le lona. Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a ketla a itshwarela ditlolo tsa lona.
”“Ga go na motho ope yo o ka direlang barena ba le babedi; ka a tlaa ila yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe a ngaparele yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.
”“Lo se ka lwa sekisa, gore lo se sekisiwe. Gonne tshekiso e lo sekisang ka yone, lo tlaa sekisiwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tlaa lekanyediwa ka sone. O lebelang selabe se se mo leitlhong la wa gaeno, mme o sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago? Kgotsa o tlaa raya wa gaeno jang o re: ‘Mma ke ntshe selabe se se mo leitlhong la gago;’ mme bona, mosipuri ke oo o mo leitlhong la gago? Moitimokanyi ke wena, ntsha mosipuri o o mo leitlhong la gago pele; foo o tlaa bona sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la wa gaeno.
”“Ke gone tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo; gonne mo ke molao le baperofeti.
”“Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.”
”Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, fa lo sa sokologe, lwa nna jaaka banyana, ga lo ketla lo tsena mo bogosing jwa legodimo ka gope. Ke gone le fa e le mang yo o tlaa ingotlang jaaka ngwanyana yo, ke ene yo o leng mogolo bogolo mo bogosing jwa legodimo.
”“Lo gopola jang? Fa motho mongwe a na le dinku di le lekgolo, mme fa nngwe ya tsone e timetse, a ga a tlogele tse di 99, mme a ya kwa dithabeng, a batla e e timetseng? Mme e tlaa re fa go dirala a ya a e bona, ruri ke a lo raya, o itumelela yone bogolo go tse 99 tse di se kang tsa timela. Fela jalo ga se go rata ga Rraeno yo o kwa legodimong, gore mongwe wa ba babotlana ba, a nyelele.
”“Fa wa gaeno a go leofetse, ya o mo kaele molato wa gagwe lo le babedi fela; e tlaa re fa a go utlwile o tlaa bo o gapile wa gaeno.
”Foo ga tla Petere a mo raya a re: “Morena, kana wa gaetsho o ka nteofela gakae, mme ke ntse ke mo itshwarela; a ke gasupa?” Jesu a mo raya a re: “Ga ke go reye ke re e nne gasupa; ka re, e nne ga 70 gasupa.
”tlotla rraago le mmaago, gape, o rate wa gaeno jaaka o ithata.”
”Jesu a mo raya a re: “Fa o rata go itekanela, ya o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa dirana le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.”
”“Jalo ba morago ba tlaa nna ba pele, le ba pele ba nne ba morago.”
”Ga go ketla go nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o ratang go tla a nna mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona; le gone le fa e le mang yo o ratang go nna wa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa lona; fela jaaka Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”
”Mme a mo raya a re: “ ‘O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’ E ke yone taolo e kgolo le ya ntlha. E nngwe ya bobedi e e tshwanang nayo ke e: ‘O rate wa gaeno jaaka o ithata.’
”Yo o leng mogolo bogolo mo go lona o tlaa nna modiredi wa lona. Le fa e le mang yo o tlaa ikgodisang, o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.
”Foo Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, lwa mpha dijo; ka nyorwa, lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’ “Foo basiami ba tlaa mo fetola ba re: ‘Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa? Re go bonye leng o le moeng ra go tshola, gongwe o sa apara ra go apesa? Re go bonye leng o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra ya kwa go wena?’ Mme kgosi e tlaa ba fetola e ba raya e re: ‘Ammaaruri ke a lo raya: E re ka lo go diretse mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo go diretse nna.’
”“Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme ga lo a ka lwa mpha dijo; ka nyorwa, mme lwa se ka lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa se ka lwa ntshola; ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme ga lo a ka lwa ntirela.’ “Foo le bone ba tlaa mo fetola ba re: ‘Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, kgotsa lenyora, kgotsa o le moeng, kgotsa o sa apara, kgotsa o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra se ka ra go direla?’ Foo o tlaa ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, e re ka lo se ka lwa go direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa go ntirela.’
”ga tla mosadi kwa go ene, a tshotse sedibelwana sa alebasetara, se na le setlolo se se thata bobe go rekwa, mme a se thela mo tlhogong ya gagwe, ka a dutse a ja.
”Mme a ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re: “Rra we, fa go ka nna jalo, a senwelo se, se mphete, le fa go ntse jalo, e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.”
”Mme a dula, a bitsa ba ba 12; a ba raya a re: “Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go nna wa kwa pele, a ene a nne wa moragorago, a ba a nne modiredi wa botlhe.”
”Go se ka ga nna jalo mo go lona; le fa e le mang yo o ratang a ka bo a le mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona. Le gone yo o ratang a ka bo a le wa kwa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa botlhe. Gonne ruri Morwa Motho ga a a ka a tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe, gore e nne serekololo sa batho ba le bantsi.”
”E tle e ne e re lo ema lo rapela, fa mongwe a le molato le lona lo mo itshwarele; gore Rraeno yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. ( Fa lona lo sa itshwarele, le gone Rraeno yo o kwa legodimong ga a ketla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.)”
”gape, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago.’ Ya bobedi ke e: ‘O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.’ Ga go na taolo epe e e fetang tsone tse.” Mme mokwadi a mo raya a re: “Ka mmaanete, Moruti, o buile sentle, jaaka o re: O mongwe fela, le gone: Ga go ope o sele fa e se ene. Le go mo rata ka pelo yotlhe, le ka tlhaloganyo yotlhe, le ka thata yotlhe, le motho go rata mongwe ka ene jaaka a ithata, ke mo go gaisang ditshupelo tse di fisiwang di le boleka, le ditlhabelo tsotlhe.”
”Mme e rile a le kwa Bethania, mo ntlong ya ga Simone wa molepero, mme a dutse a ja, ga tla mosadi, a tshotse sedibelwana sa alebesetara se na le setlolo sa nareto, se se thata bobe go rekwa, mme a se thela mo tlhogong ya gagwe.
”A ba fetola a re: “Yo o nang le dikobo di le pedi, a a abele yo o se nang sepe; le yo o nang le dijo, a a dire jalo.”
”“Ke raya lona ba lo utlwang ke re, ratang baba ba lona, ba ba lo ilang lo ba direle molemo. Lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo gobololang. Ene yo o go fapholang mo lesameng lengwe, mo neele le le lengwe; le yo o go tseelang kobo, le kojana o se ka wa gana ka yone. Naya mongwe le mongwe yo o go lopang, le yo o go tseelang dilwana tsa gago, o se ka wa ba wa di mo lopa. Fela jaaka lo rata batho ba lo direla, le lona lo ba direle fela jalo.
”“Fa lo rata ba ba lo ratang, lo bo lo na le tebogo efe, gonne baleofi le bone ba rata ba ba ba ratang? Fa lo direla bone molemo ba ba lo direlang molemo, lo bo lo na le tebogo efe, gonne baleofi le bone ba dira fela jalo? Fa lo adima bone ba lo solofetseng go amogela mo go bone, lo bo lo na le tebogo efe? Gonne baleofi le bone ba tle ba adime baleofi, gore ba amogele mo go kalo gape.
”Mme lona, ratang baba ba lona, ba direleng molemo, adimang fela, lo sa tlhoboge gope; mme tuelo ya lona e tlaa nna kgolo, mme lo tlaa nna bana ba Mogodimodimo; gonne ene o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng, le mo go ba ba bosula. Ke gone lona lo nne kutlwelobotlhoko fela, jaaka Rraalona le ene a le kutlwelobotlhoko. “Le gone lo se ka lwa sekisa, mme ga lo ketla lo sekisiwa; se boneng batho molato, mme ga lo ketla lo bonwa molato; rebolang, mme lo tlaa rebolwa; nayang, mme lo tlaa newa, selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se tsikitleditsweng, se se penologang, batho ba tlaa se lo naya mo dihubeng tsa lona. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone lo tlaa ba lo lekanyediwa ka sone fela.
”Bonang, mosadi mongwe yo o mo motseng, e le moleofi, ya re a tlhaloganya fa Jesu a dutse a ja mo ntlong ya Mofarisai, a lere setlolo ka sedibelwana sa alebasetara. A ema ka fa morago, fa dinaong tsa gagwe, a lela, mme a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa tlhogo ya gagwe, a ba a mo atla dinao, a di tlotsa setlolo.
”“Ga bo go le motho yo go tsewang dilo molato mo go ene, a bo a na le batho ba le babedi ba ba molato nae; mongwe a le molato diponto di le 50, yo mongwe a le molato diponto di le tlhano fela. E rile ka ba se na sepe go lefa ka sone, a ba itshwarela boo babedi. Ka re, mpolelela gore yo o tlaa mo ratang bogolo mo go bone ke ofe?” Simone a mo fetola a re: “Ke a gopola e tlaa nna ene yo o mo itshwaretseng go le gogolo.” A mo raya a re: “O gopotse sentle.” A retologela mosadi, a raya Simone a re: “A o bona mosadi yo? Ke tsile mo ntlong ya gago, ga o a ka wa nnaya metsi a dinao; mme yo o nkolobeditse dinao ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa gagwe. Ga o a ka wa nkatla; mme mosadi yo, ke sa le ke tsena, ga a ise a ke a khutle go nkatla dinao. Tlhogo ya me ga o a ka wa e tlotsa lookwane; mme mosadi yo, o ntloditse dinao ka setlolo. Ke gone ke go rayang ke re, dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe, gonne o ratile go le gogolo; mme yo o itshwaretsweng go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”
”A fetola a re: “Go tulwe, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka thata yotlhe ya gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago; le mongwe ka wena jaaka o ithata.”
”Jesu a mo fetola a re: “Monna mongwe o kile a tswa Jerusalema a fologela kwa Jeriko; mme a wela mo dinokwaneng; tsa mo rutla diaparo, tsa mo itaya, tsa tsamaya tsa mo tlogela a le gaufi le go swa. Mme ga tshoganwa ka moperesiti mongwe a tla ka tsela eo; mme ya re a mmona, a mo fapoga a feta ka fa ntlheng nngwe ya tsela. Fela jalo le molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo fapoga a feta ka fa ntlheng e nngwe ya tsela. Mme Mosamaria mongwe ya re a etile, a tla fela fa o leng teng; ya re a mmona a mo tlhomogela pelo, a ya mo go ene a fapa dintho tsa gagwe, a di thela lookwane le bojalwa jwa mofine, a mo pega mo peleseng ya gagwe, a mo isa kwa ntlong ya baeti, a mo tlamela. Ka moso a ntsha bošeleng ba le bane, a ba naya mong wa ntlo, a mo raya a re: ‘Mo tlamele sentle; mme se o tlaa se ntshang bogolo go mo, ka ntlha ya gagwe, e tlaa re ke boa ke se go lefele.’ “Jaana, o gopola gore ke mang wa ba bararo ba, yo o itshupileng a le wa ga gabo ene yo o wetseng mo dinokwaneng?” Mme a re: “Ke yo o mo utlwetseng botlhoko.” Jesu a mo raya a re: “Ya o dire jalo le wena.”
”“E re fa mongwe a go laleditse modiro wa nyalo, o se ka wa dula mo mannong a a kwa pele, e se re kgotsa mongwe yo o tlotlegang bogolo go wena a ba a laleditswe le ene; mme yo o go laleditseng nae a tla, a go raya a re: ‘Sutela monna yo;’ foo o simolole go tsaya setulo se se kwa morago ka ditlhong. Mme e re fa o laleditswe, o ye o tseye setulo se se kwa moragorago, gore e tle e re yo o go laleditseng a tla, a go reye a re: ‘Tsala, dulela kwa pele;’ foo o tlaa dirana le tlotlo fa pele ga ba ba dutseng ba a ja nao. Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.”
”Le gone a raya yo o mo laleditseng a re: “E re fa o dira modiro wa motshegare le fa e le wa maitseboa, o se ka wa laletsa ditsala tsa gago, le fa e le bana ba ga rraago, le fa e le ba losika lwa gago, le fa e le bagaeno ba ba humileng; e se re kgotsa le bone, ba ba ba go bitsa, mme tuelo e go dirafalele. Mme e re fa o dira modiro, laletsa bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu. O tlaa nna sego; gonne bone ga ba na se ba ka go duelang ka sone; gonne o tlaa duelwa mo go tsogeng ga basiami.”
”“Mme a nanoga, a tla kwa go rraagwe. Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, mme a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ya a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla. Mme morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago, ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’ Rraagwe a raya batlhanka a re: ‘Ntshang seaparo se sentlentle ka bonako, lo se mo apese; lo mo rwese mohitsana mo letsogong, le ditlhako mo dinaong; lereng namane e e nonneng, lo e tlhabe; mme a re jeng, re dire mokete o mogolo; gonne yo morwaake o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Ba simolola go dira mokete.
”“Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tlaa ila mongwe, a rate yo mongwe; kgotsa a ngaparele mongwe, a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.”
”Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a nna a boela mo go wena gasupa ka letsatsi a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele fela.”
”Ke a lo bolelela, monna yo o fologetse kwa ntlong ya gagwe a siamisitswe bogolo go yo mongwe, gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.”
”Sakaio a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena bontlhanngwe jwa dilo tsa me ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe selo sengwe ka patiko, ke mo rebolela di le nne.”
”Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, motlholagadi yo wa mohumanegi, o latlhetse segolo go feta bone botlhe; gonne bao botlhe ba latlhetse ga letlotlo la bone mo dineong; mme ene o latlhetse ga khumanego ya gagwe gotlhe mo o tshelang ka gone.”
”Mme lona, ga lo a nna jalo; ene yo e leng yo mogolo mo go lona, a a nne jaaka yo mmotlana; le yo e leng tlhogo, a a nne jaaka yo o direlang. Gonne yo mogolo ke ofe? A ke yo o dutseng a ja, kgotsa ke yo o direlang? A ga se yo o dutseng a ja? Mme nna, ke ntse mo go lona jaaka yo o direlang.
”Mme a mo raya a re: “Morena, fa ke na nao ke iketleeditse go ya ntlong ya kgolegelo, le mo losong.”
”Mme Jesu a re: “Rra, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe, ba di laola ka bola.
”Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene.
”Ene o na le go gola, mme nna ke na le go ngotlafala.
”“Ke gone Rara o nthatang, ka gobo ke baya botshelo jwa me, gore ke be ke bo tshole gape.
”Jesu a lela. Foo Bajuta ba re: “Bonang jaaka a ne a mo rata!”
”Foo Maria a tsaya setlolo sa nareto, e le se se tlhokegang thata, se le selekanyo sa bogare jwa litara, a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka sone, a ba a mo phimola dinao ka moriri wa gagwe; mme ntlo ya tlala monko wa setlolo.
”Jaana e rile pele ga modiro wa Tlolaganyo, Jesu ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo fitlhile, lwa go tswa mo lefatsheng leno a ya go Rara, e re ka a ratile ba gagwe ba ba mo lefatsheng, a ba ratela ruri go ya bokhutlong.
”Foo a thela metsi mo mogotswaneng, a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa, a di phimola ka sephimolo se o ikgatlhileng ka sone.
”Ke gone, fa nna yo ke leng Morena le Moruti, ke tlhapisitse dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse go tlhapisanya dinao. Gonne ke lo beetse sekao, gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe; le yo o romilweng ga a mogolo go feta yo o mo romileng. Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira.
”Mme fa lomating lwa bojelo, ga bo go le mongwe wa barutwa ba gagwe yo Jesu o mo ratang, a ikaegile fa sehubeng sa ga Jesu.
”Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane. Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.”
”“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.
”“Yo o nang le ditaolo tsa me, a di tshegetsa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang, o tlaa ratwa ke Rre, le nna ke tlaa mo rata, mme ke tlaa mo ipontsha.”
”Jesu a mo fetola a re: “Fa motho a nthata, o tlaa tshegetsa lefoko la me; mme Rre o tlaa mo rata, mme re tlaa tla mo go ene, re dira bonno jwa rona mo go ene. Yo o sa nthateng, ga a tshegetse mafoko a me; mme lefoko le lo le utlwang, ga se la me, ke la Rara yo o nthomileng.
”Fela jaaka Rara a nthatile, le nna ke lo ratile; nnang mo loratong lwa me. Fa lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo tlaa nna mo loratong lwa me; fela jaaka ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe. “Dilo tse ke di buile le lona, gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo dirafale. Taolo ya me ke e, gore lo ratane, fela jaaka le nna ke lo ratile. Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe. Lona lo ditsala tsa me, fa lo dira dilo tse ke di lo laolelang. Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe o se dirang; mme ke lo biditse ditsala; gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwile mo go Rre, ke di lo itsisitse.
”Dilo tse ke a di lo laolela, gore lo ratane.
”gonne Rara ka esi o a lo rata, gonne lo nthatile, lo bile lo dumetse fa ke tswa kwa go Rara.
”Nna mo go bone, le wena mo go nna, gore ba dirwe boitekanelo mo bongwefeleng; gore lefatshe le itse fa o nthomile, le gore o rata bone, fela jaaka o ratile nna.
”Ke ba itsisitse leina la gago, mme ke tlaa nna ke le ba itsise; gore lorato lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”
”Jalo e rile ba sena go fitlhola, Jesu a raya Simone Petere a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata bogolo go ba?” A mo raya a re: “Ee, Morena; o a itse fa ke go rata.” A mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.” A ba a mo raya gape lwa bobedi a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata?” A mo raya a re: “Ee, Morena o a itse fa ke go rata.” A mo raya a re: “Disa dinku tsa me.” A mo raya lwa boraro a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata?” Petere a hutsafala ka gobo a mo reile lwa boraro a re: “A o a nthata?” Mme a mo raya a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o itse fa ke go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me.
”Botlhe ba ba dumetseng ba nna mmogo, ba tlhakanela dilo tsotlhe; ba rekisa dithuo tsa bone le dilwana, ba abela botlhe ka fa mongwe le mongwe o tlhokang ka teng. Ba tlhomaganya malatsi ba nnetse ruri ka bongwefela jwa pelo mo tempeleng, le mo go ngathoganyeng senkgwe, mo magabone, ba ja dijo tsa bone ka boitumelo le ka pelo e e tlhophegileng.
”Le gone ga bo go se ope mo go bone yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba nang le masimo kgotsa matlo, ba a rekisa, mme ba tlisa madi a dilo tse di rekisitsweng. Ba a baya fa dinaong tsa baaposetole; mme ga abelwa mongwe le mongwe ka fa o tlhokang ka gone.
”Ba kgobotletsa Setefane ka maje, a ntse a bitsa Morena a re: “Morena Jesu, amogela mowa wa me.” Mme a khubama, a bua ka lentswe le legolo a re: “Morena, o se ka wa ba balela boleo jo.” Ya re a sena go bua jalo, a robala.
”Jaana fa o ne a bala teng mo lokwalong, ke fa go reng: “O ne a gogelwa jaaka nku tlhabong; le jaaka kwanyana e didimetse fela fa pele ga mmeodi wa yone, le ene ga a tswe molomo jalo: Tshiamiso ya gagwe o e tloseditswe mo go kgobaladiweng ga gagwe. Losika lwa gagwe e mang yo o tlaa lo bolelang? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlosiwa mo lefatsheng.”
”Ka lo beela sekao mo dilong tsotlhe, sa ka fa lo tshwanetseng go thusa ba ba bokoa ka teng, ka go dira mo go ntseng jalo, le go gakologelwa mafoko a Morena Jesu, ka fa ene ka esi o buileng ka teng a re: ‘Ga aba go lesego bogolo go go amogela.’ ”
”mme tsholofelo ga e tlhabise ditlhong; gonne lorato lwa Modimo lo thelegetse mo pelong tsa rona ka Mowa o o Boitshepo o re o neilweng. Gonne e rile re sa ntse re le bokoa, Keresete a swela baikepi mo lobakeng lo e leng lone. Gonne go a belaesega gore a jaana motho mongwe o ka swela mosiami; mme motlha ope, fa e le motho yo o molemo, mongwe o ka ipatelela go mo swela. Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. Fa e le foo, bogolo thata re tlaa gololwa mo bogaleng jwa Modimo ka ene, ka jaana re siamisitswe ka madi a gagwe. Gonne fa e rile re sa ntse re le baba ra letlanngwa le Modimo ka loso lwa Morwa wa one, bogolo thata re tlaa bolokwa ka botshelo jwa gagwe, ka re setse re letlantswe;
”Mang yo o tlaa re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke pitlagano, kgotsa tlalelo e e mahehe, kgotsa pogiso, kgotsa tlala, kgotsa bosaikategang, kgotsa poitshego, kgotsa tšhaka? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Re tlhola re bolawa ka ntlha ya gago; re kaiwa dinku tse di tlhajwang fela.” Nnyaa, mo dilong tsotlhe tse re gaisa bafenyi ka ene yo o re ratileng.
”Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
”Gonne ke raya mongwe le mongwe mo go lona, ka tshegofatso e ke e neilweng, ka re, a se ka a ikgopola bogolo go tshwanelo ya gagwe ya go ikgopola; mme a ikgopole ka tekano, ka fa Modimo o abetseng mongwe le mongwe selekanyo sa tumelo ka teng.
”A lorato lo nne fela lo se na boitimokanyo. Ilang se se bosula; ngaparelang se se molemo. Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele; mo tlhoafalong, lo se ka lwa nna botshwakga; lo nne lo tuke mo moweng; lo direle Morena. Lo itumele mo tsholofelong; lo nne pelotelele mo pitlaganong; lo nnele ruri mo thapelong; lo abele go tlhoka ga baitshepi; lo tlwaele go tshola baeng.
”Segofatsang ba ba lo bogisang; segofatsang, lo se ka lwa hutsa. Itumeleng le ba ba itumelang; lo lele le ba ba lelang. Lo nne pelo nngwe fela, mongwe le mongwe ka ga yo mongwe. Lo se ka lwa tlhoma pelo tsa lona mo dilong tse dikgolo, lo ikokobeletse dilo tse di kwa tlase. Lo se ka lwa ikgopola fa lo le botlhale. Se dueleng bosula jwa ga ope ka bosula. Akanyang dilo tse di tlotlegang mo matlhong a batho botlhe. Fa go ka nna jalo, lo nne le kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya lona.
”Baratwa, se ipusolosetseng, mme lo thibogele bogale; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me; ke tlaa duela,” go bua Morena. “Fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora, o mo nose; gonne ka go dira jalo, o tlaa bo o tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” Lo se ka lwa fenngwa ke bosula, mme fenyang bosula ka molemo.
”Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao. Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.” Lorato ga lo direle oo rra motho bosula; mme ke gone lorato ke tirafatso ya molao.
”Yo o bokoa mo tumelong lo mo amogele, e seng go tsena mo dikgannyeng tse di belaesegang.
”Mme wena, ana o sekisetsang wa gaeno? E bile o nyaletsang wa gaeno e ntse e le wena fela? Gonne rotlhe re tlaa ema fa pele ga senno sa tshekelo sa Modimo. Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.” Ke gone jalo, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.
”Ke gone, a re se tlholeng re sekisanya, mme bogolo lo akanye mo, gore: Motho ope a se ka a baya sekgopi mo tseleng ya wa ga gabo, le fa e le se se ka mo digang. Ke a itse, ke bile ke a tlhomamisa ka Morena Jesu, fa go se sepe se se itshekologileng ka sosi; fa e se go re yo o kayang sengwe fa se itshekologile, mo go ene se itshekologile. Gonne fa wa gaeno a hutsafala ka ntlha ya dijo, ga o tlhole o sepela mo loratong. O se ka wa senya ka dijo tsa gago ene yo Keresete o mo swetseng.
”Jalo a re lateleng dilo tse di diranang le kagiso, le dilo tse re ka agelelanang ka tsone.
”Jaana rona ba re leng thata, re tshwanetse go pepetletsa dithetelelo tsa ba ba bokoa, e seng go ikgatlha fela. A mongwe le mongwe wa rona a kgatlhe mongwe ka ene ka ga se se molemo, go mo agelela. Gonne Keresete le ene ga a ka a ikgatlha; mme jaaka go kwadilwe ga twe: “Dikgobo tsa ba ba go kgobileng tsa wela mo go nna.” Gonne dilo tsotlhe tse di kwadilweng gale, di kwadilwe gore di re rute, gore re bone tsholofelo ka pelotelele le ka kgomotso ya dikwalo. Jaana a Modimo wa pelotelele, le wa kgomotso, o lo neye gore go nne pelo e le nngwe fela mo go lona ka fa sekaong sa ga Keresete Jesu; gore lo galaletse Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwe fela jwa pelo, le ka molomo o le mongwe fela. Ke gone tsholanang, fela jaaka Keresete le ene a lo tshotse, go tla lo nna kgalaletso ya Modimo.
”Lo dumedisanye ka katlo e e boitshepo. Diphuthego tsotlhe tsa ga Keresete di a lo dumedisa.
”Jaana ke a lo rapela, bagaetsho, ka re, lepang ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso tse di fapaanyeng, le thuto e lo e ithutileng; mme lo kgaogane nabo. Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Keresete, fa e se dimpa tsa bone fela; ba tle ba tsietse dipelo tsa ba ba bopegileng senyana, ka puo ya bone e e borethe, e e ntle.
”Re bua fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke dilo tse leitlho le se kang la di bona, le tse tsebe e se kang ya di utlwa, le tse di se kang tsa tsena mo pelong ya motho, e bong dilo tsotlhe tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.”
”Nnyaa, e setse e le molato fela mo go lona, ka lo na le ditshekisanyo. Ga lo itshokeleleng tshiamololo bogolo? Ga lo iteseleletseng go patikwa bogolo?
”Jaana ka ga dilo tse lo kwadileng ka ga tsone; go molemo mo monneng gore a se ka a ama mosadi. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maakafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe. A monna a neele mosadi tshwanelo ya gagwe; mosadi le ene a direle monna jalo. Mosadi ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se monna fela; go ntse jalo, monna ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se mosadi fela. Lo se ka lwa ikgogonelana, fa e se ka go dumalana ka sebaka, gore lo tle lo ineele mo thapelong, lo itse go ba lo kopana gape, gore Satane a se bone kgoro ya go lo raela ka go retelelwa ga lona ke go itshoka.
”Gonne le fa ke ne ke se mo taolong ya batho bape, ke ipeile mo botlhankeng mo go botlhe, gore ke tle ke gape bogolo.
”A go se nne motho ope yo o ipatlelang molemo fela, mme a mongwe le mongwe a batlele wa ga gabo molemo.
”Se kgopiseng bape, le fa e le Bajuta, le fa e le Bagerika, le fa e le phuthego ya Modimo; fela jaaka le nna ke kgatlha batho botlhe mo dilong tsotlhe, ke sa itirele, mme ke direla ba ba leng bantsi, gore ba tle ba bolokwe.
”gore go se nne kgaogano mo mmeleng; mme e le gore ditokololo di tle di tshwane mo go tlameleng. Kgotsa fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo tsotlhe di utlwa botlhoko nayo; kgotsa fa tokololo nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo.
”Fa ke bua dipuo tsa batho le tsa baengele, mme fa ke se na lorato, ke be ke etsa kgotlho e e gogomang, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di opanngwang fela. Fa ke na le neo ya go ranola, ke bile ke itse masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; fa ke na le tumelo yotlhe, e le e e lekanyeng go hudusa dithaba, mme fa ke se na lorato, ke be ke se sepe fela. Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me, ke otla bahumanegi ka tsone, fa ke ntshetsa mmele wa me go fisiwa, mme fa ke se na lorato, ga go nthuse sepe. Lorato lo itshoka ka pelotelele, lo pelonomi; lorato ga lo pelotshetlha; lorato ga lo ke lo ikgantsha, ga lo mabela. Ga lo ke lo dira ka fa go sa tshwanelang, ga lo ke lo ipatlela fela, ga lo ke lo gakatsega, ga lo ke lo akanya bosula; ga lo itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri; lo itshokela dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo iphapaanya le dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo tlhaela gope. Le fa go na le diperofeso, di tlaa khutlisiwa; le fa go le dipuo, di tlaa fela; le fa go le kitso, e tlaa khutlisiwa.
”Jaana go sala tumelo, le tsholofelo, le lorato, boraro jo; mme se segolo mo borarong jo ke lorato.
”Latelang lorato; le fa go ntse jalo lo eletse thata dineo tsa semowa, bogolo gore lo ranole.
”Gotlhe mo lo go dirang, a go dirwe ka lorato.
”Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re patelela; ka re sekaseka jaana, ra re, mongwe o swetse botlhe, ke gone botlhe ba ne ba sule. Mme a swela botlhe, gore ba ba tshelang ba se tlhole ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o suleng a ba a tsoga ka ntlha ya bone.
”Mo dilong tsotlhe re iponatse molemo, jaaka badiredi ba Modimo, e bong mo peloteleleng, le mo dipogisong, le mo botlhokweng, le mo dipitlaganong, le mo dithupeng, le mo dikgolegong, le mo diphuduegong, le mo dikgokgolelong, le mo ditisong, le mo go ikitseng go ja; mo boitshekong le mo kitsong, le mo go itshokeng, le mo bopelonoming, le mo Moweng o o Boitshepo, le mo loratong lo lo sa itimokanyeng; le mo lefokong la boammaaruri, le mo thateng ya Modimo; ka dibolao tsa tshiamo tsa ka fa letsogong le legolo, le tsa ka fa go la molema. Ka tlotlo le ka tlotlololo, ka go bolelwa ka bosula, le ka go bolelwa ka molemo; jaaka batsietsi, le mororo re le ba boammaaruri; jaaka ba ba sa itsiweng, le mororo re itsiwe sentle; jaaka ba ba swang, bonang, re a tshela; jaaka ba ba otlhaiwang re sa bolawe; jaaka ba ba hutsafalang, le mororo re itumela ka metlha yotlhe; jaaka bahumanegi, le mororo re humisa batho ba le bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, le mororo re ruile dilo tsotlhe.
”jaaka e rile mo tekong e kgolo ya pitlagano, botlalo jwa boitumelo jwa bone, le khumanego ya bone e kgolo, ga penologa letlotlo la go aba ga bone. Gonne ke supa fa ba ntshitse ka pelo tsa bone, ka fa nonofong ya bone, ee, le go fetisa nonofo ya bone. Ba re rapela ka thapelo e kgolo ka ga tlhogonolofatso e, le ka ga go kopana le rona mo go direleng baitshepi. Ba dira jalo, e seng jaaka re ne re solofetse, bone ka sebele sa bone ba inaya Morena pele, ba ba ba inaya rona ka go rata ga Modimo.
”Jaaka lo na le letlotlo mo dilong tsotlhe, e bong mo tumelong le mo pelong, le mo kitsong le mo tlhoafalong yotlhe, le mo go re rateng ga lona, lo bone gore lo nne le letlotlo le mo tlhogonolofatsong e le yone. Ga ke bue ka mokgwa wa taolo, mme ke ka mokgwa wa go leka bopeloephepa jwa lorato lwa lona ka tlhoafalo ya ba bangwe. Gonne lo a itse bopeloyalorato jwa Morena wa rona Jesu Keresete, gore le fa a ne a humile, le fa go ntse jalo a humanega ka ntlha ya lona, gore lo tle lo hume ka khumanego ya gagwe.
”Gonne fa go rata go le teng, go a bo go lebosega ka ga se motho o nang naso, e seng ka ga se o se nang naso.
”Ke gone, lo ba supetse tlhomamiso ya lorato lwa lona fa pele ga diphuthego, le ya go ipelafatsa ga rona ka ga lona.
”A motho mongwe le mongwe a dire ka fa o ikaeletseng mo pelong ya gagwe ka teng; e seng ka go ngongorega, le fa e le ka patelelo, gonne Modimo o rata yo o abang ka pelotshweu fela.
”Jaana nna ka nosi, ke le Paulo, ke a lo rapela ka bopelonolo le ka bopelonomi jwa ga Keresete, e bong nna yo e a reng ke le koo go lona, ke be ke le boikokobetso mo go lona, mme fa ke seyo ke be ke le pelokgale mo go lona.
”Ke gone ke itumelang mo makoeng, mo dikutlwisong botlhoko, mo go tlhokeng le mo dipogisong le mo dipitlaganong, ka ntlha ya ga Keresete, gonne mogang ke leng bokoa, e be e le gone ke leng thata.
”Sa bofelo, bagaetsho, dumelang. Lo itekanediwe; lo gomodiwe; lo nne pelo nngwe fela; tshelang mo kagisong; mme Modimo wa lorato le kagiso o tlaa nna le lona. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo.
”A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete, le lorato lwa Modimo, le kabalano ya Mowa o o Boitshepo, di nne le lona lotlhe.
”Ga go ka ke ga nna Mojuta le Mogerika, ga go ka ke ga nna motlhanka le mogololwa, ga go ka ke ga nna monna le mosadi; gonne lotlhe lo motho a le mongwe fela mo go Keresete Jesu.
”Gonne mo go Keresete Jesu bogwera ga bo thuse sepe, le fa e le bokgola, fa e se tumelo fela e e dirang ka lorato.
”Gonne lona, bagaetsho, lo bileditswe kgololesego; lo se ka lwa fetola kgololesego ya lona sebaka sa nama go itirela; mme lo nne batlhanka, mongwe wa yo mongwe mo loratong. Gonne molao otlhe o dirafadiwa mo lefokong le le lengwe fela, e bong mo go le, go re: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.” Mme fa lo lomana, lo jana, lo itise gore lo se nyeletsane.
”Jaana ditiro tsa nama di a bonala, tse e leng boaka le bomaswe, le bopepe, le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo; ke lo tlhagisa ka ga tsone, fela jaaka nkile ka lo tlhagisa, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.
”Mme loungo lwa Mowa ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo, le boingotlo, le boikgapo; dilo tse, ga di angwe ke molao ope.
”Bagaetsho, le fa motho a tshwerwe mo tlolong nngwe, lona ba lo leng ba semowa, sokololang yo o ntseng jalo ka mowa wa bonolo; o ntse o ipona, e se re kgotsa le wena wa raelwa. Rwadisanyang merwalo, lo dirafatse molao wa ga Keresete jalo.
”Gonne fa motho a ithaya a re, o sengwe, le mororo a se sepe, o a itsietsa. Mme a motho mongwe le mongwe a sekaseke e e leng tiro ya gagwe, foo o tlaa bona go ipelafatsa ka ga gagwe ka esi, e seng ka ga wa ga gabo.
”A re se lapeng mo go direng molemo; gonne re tlaa roba mo motlheng o e leng one, fa re sa ngodiege; jalo, fa re bona lobaka, a re ke re direng se se molemo mo bathong botlhe, mme bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.
”Fela jaaka o sa le o re itshenkela mo go ene pele ga motheo wa lefatshe, gore re nne boitshepo le botlhoka bogole fa pele ga one mo loratong,
”Ke gone ka moo, le nna ke sena go utlwa ka ga tumelo e e mo go lona mo go Morena Jesu, e lo bileng lo e bonatsa mo baitsheping botlhe, ke sa khutleng go lo lebogela, ke lo umaka mo merapelong ya me;
”Mme Modimo, ka o humile boutlwelobotlhoko, le ka ntlha ya lorato lo logolo lwa one, lo o re ratileng ka lone, le fa re ne re sule ka ditlolo tsa rona; wa re rudisa mmogo le Keresete – lo bolokilwe ka tshegofatso –
”Gonne re tiro ya one, re bopetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di baakantseng gale gore re sepele mo go tsone.
”gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo; e tle e re ka lo namisitswe medi lo nitame mo loratong. Lo bo lo nonofele go tlhaloganya le baitshepi botlhe jo e leng boatlhamo, boleele, bogodimo le boteng, le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo fetang kitso, gore lo tladiwe go ya go fitlha kwa botlalong jotlhe jwa Modimo.
”Ke gone, nna mogolegwa mo Moreneng, ke lo rapela thata, gore lo sepele mo go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yone. Ka boikokobetso jotlhe le bonolo, le ka bopelotelele, ka go iphapaanya mo loratong; le ka go tlhoafalela go tshegetsa bongwe fela jwa Mowa mo tumalanong ya kagiso.
”Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire, a dire se se molemo ka diatla tsa gagwe, gore a tle a dirane le se o ka se nayang yo o tlhokang. A go se tswe puo epe e e bodisang mo melomong ya lona, fa e se e e molemo fela go agelela ka fa go tlhokafalang ka teng, gore e tle e neye ba ba utlwang lesego. Lo se ka lwa hutsafatsa Mowa o o Boitshepo wa Modimo, o lo kaneletsweng letsatsi la thekololo ka one. A go latlhwe mangadingadi, kgakalo, bogale, komang, go kgala le kilo yotlhe. Lo nne pelonomi mongwe mo go yo mongwe le pelonamagadi, lo itshwarelane fela jaaka Modimo le one o itshwaretse lona mo go Keresete.
”Ke gone nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang. Lo sepele mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a lo ratile, a intshetsa rona, a nna tshupelo le setlhabelelo Modimo, tse di isediwang go nna lonko lo lo monate.
”Lo ineelane mo poifong ya ga Keresete.
”Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, mme a intshetsa yone,
”Banna le bone ba tshwanetse go rata basadi ba bone fela jalo, jaaka e ka bo e le mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata. Gonne ga go ise go ko go nne motho ope yo o kileng a ila nama ya gagwe, mme o a e otla, a e ngomaele, fela jaaka Keresete le ene a direla phuthego, ka gobo re ditokololo tsa mmele wa gagwe.
”Ke gone ka moo, monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo e tlaa nna nama e le nngwe fela. Bosaitsiweng jo, bo bogolo, mme ke bua ka ga Keresete le ka ga phuthego. Le fa go ntse jalo le lona a mongwe le mongwe wa lona a rate mosadi wa gagwe fela jaaka a ithata, le mosadi a ipone, gore a tlotle monna wa gagwe.
”Bana, utlwang batsadi ba lona mo Moreneng, gonne mo, go siame. Tlotla rraago le mmaago – e e leng yone taolo ya ntlha e e nang le polelo ya tsholofetso – gore go tle go nne molemo mo go wena, le gore o tshele ka boleele mo lefatsheng. Le lona borrabana, lo se ka lwa rumola bana ba lona go ba gakatsa; mme lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena. Batlhanka, lo nne kutlo mo go ba e leng beng ba lona ka fa nameng, ka poifo le thoromo, ka bongwefela jwa pelo tsa lona, jaaka e ka bo e le mo go Keresete;
”A kagiso e nne le bakaulengwe, le lorato lo na le tumelo, tse di tswang mo Modimong Rara, le mo go Morena Jesu Keresete. A tshegofatso e nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka mo go sa boleng.
”Gonne Modimo ke mosupi wa me, wa ka fa ke lo tlhologeletsweng lotlhe ka teng mo mautlwelong botlhoko a manana a ga Keresete Jesu. Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong; gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete;
”Ke gone fa go na le kgomotso nngwe mo go Keresete, fa go na le nametso nngwe ya lorato, fa go na le bolekane bongwe le Mowa, fa go na le mautlwelobotlhoko a manana le mapelotlhomogi, dirafatsang boitumelo jwa me, jwa gore lo nne kgopolo e le nngwe fela, lo tshwane mo loratong, lo le mo tumalanong e le nngwe fela, lo le pelo e le nngwe fela. Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo. A mongwe le mongwe a se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe fela, fa e se go re, mongwe le mongwe o tlhokomela le tse e leng tsa bangwe.
”Lo nne le pelo e mo go lona, e e neng e le mo go Keresete Jesu le ene, yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya fa go lekana le Modimo e le se se ka huparelwang, mme a ikhudula, a tsaya tshwano ya motlhanka, ka a dirwa mo tshwanong ya batho. Mme o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro.
”Ke gone bagaetsho ba ba rategang, le ba ba tlhologeletsweng boitumelo jwa me, le serwalo sa me, ka re, baratwa ba me, emang ka tlhomamo jalo mo Moreneng.
”Re leboga Modimo Rra Morena wa rona Jesu Keresete; re lo rapelela ka metlha yotlhe. Re utlwile ka ga tumelo ya lona mo go Keresete Jesu, le go rata baitshepi botlhe mo lo nang nago,
”Jaana ke a itumela mo matlhokong a ke a utlwisiwang ka ntlha ya lona mme, mo ntlheng ya me, ke tlatsa mo nameng ya me mo go sa tlalang ga dipogiso tsa ga Keresete, ka ntlha ya mmele wa gagwe, o e leng phuthego;
”gore dipelo tsa bone di ke di gomotsege; e re ba logaganye mo loratong, ba bile ba na le boitlhomamiso jo bo tletseng jwa tlhaloganyo, ba ke ba itse bosaitsiweng jwa Modimo, e bong Keresete,
”Mme jaanong, le lona lo latlhe dilo tse tsotlhe fela; e bong bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa botlhabisa ditlhong; lo di tlose mo melomong ya lona. Se akalaneng; ka lo apotse motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe; mme lo apere motho yo moša, yo o ntseng a šafalediwa mo kitsong ka fa setshwanong sa yo o mo tlhodileng; mo go sa ka keng ga dira le Bogerika le Bojuta gone, bogwera le bokgola, botho seeng le Bosethia, botlhanka le bongwana jwa motse; mme Keresete ke ene bojotlhe, o bile o mo go botlhe fela.
”Ke gone, jaaka ba ba itshenketsweng ke Modimo, jaaka ba ba itshepileng le ba ba rategang, lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele. Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe; fela jaaka Morena a lo itshwaretse, le lona lo dire fela jalo. Mme mo godimo ga dilo tsotlhe tse lo apare lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo. A kagiso ya ga Keresete e laole mo pelong tsa lona, e lo bileng lo bileditswe yone mo mmeleng o le mongwe fela; mme lo nne lo leboge. A lefoko la ga Keresete le age mo go lona ka botlalo mo botlhaleng jotlhe; lo ntse lo rutana, lo laana ka dipesalema, ka difela le ka dipina tsa semowa, lo opelela Modimo ka tshegofatso mo pelong tsa lona. Le fa e ka bo e le eng se lo se dirang mo puong le mo tirong, dirang gotlhe mo ineng la Morena Jesu, lo ntse lo leboga Modimo Rara ka ene.
”Basadi ba lo nyetsweng, ineeleng mo banneng ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng. Banna, ratang basadi ba lona, mme lo se ka lwa ba ngangalela. Bana, utlwang batsadi ba lona mo dilong tsotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhang Morena. Borrabana, se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.
”Batlhanka, utlwang mo dilong tsotlhe ba e leng beng ba lona ka fa nameng; e seng ka go ba bona matlho jaaka bakgatlhi ba batho, fa e se ka bongwefela jwa pelo, ka go boifa Morena. Le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, lo se dire ka pelo yotlhe, jaaka e ka bo e le go direla Morena, e seng batho;
”Ba ba kwa ntle lo ba tsamaele ka botlhale, lo ntse lo swela lobaka molemo. A puo ya lona e nne ntle ka metlha yotlhe, e lokilwe ka letswai, gore lo tle lo itse ka fa lo tshwanetseng go fetola mongwe le mongwe ka teng.
”A Morena a dire mo go lona gore lo gole, lo totafale mo go rataneng, le mo go rateng batho botlhe, fela jaaka le rona re ntse ka ga lona; gore a tle a tlhomamise dipelo tsa lona mo go senang molato, mo boitshepong fa pele ga Modimo le Rra wa rona, mo go tleng ga Morena wa rona Jesu, a tla le baitshepi botlhe ba gagwe.
”Ka ga go rata bakaulengwe, ga go batlwe gore motho a lo kwalele, gonne lona ka losi lo rutilwe ke Modimo go ratana; gonne ruri lo a bo lo ntse lo go direla bakaulengwe botlhe ba ba mo lefatsheng lotlhe la Maketonia. Re lo laya, bagaetsho, gore lo tote bogolo bogolo;
”Ke gone, laanang, mme lo agelelane, fela jaaka lo ntse lo dira. Re a lo rapela, bagaetsho, gore lo itse ba ba dirang mo go lona, ba ba lo busang mo Moreneng, mme ba lo tlhagisa; le gore lo ba tlotle thatathata mo loratong ka ntlha ya tiro ya bone. Lo nne kagisanyo. Re a lo laya, bagaetsho, ra re tlhagisang ba ba fuduang, nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe. Lo bone gore ope a se ka a lefetsa bosula jwa ga ope ka bosula; lo nne lo lekele kwa go direlaneng molemo, mongwe le yo mongwe, le mo go botlhe.
”Re na le go leboga Modimo ka metlha yotlhe ka ga lona, bagaetsho, fela jaaka go tshwanetse, ka gobo tumelo ya lona e ntse e gola thata, le go ratana ga lona lotlhe go totile thata; e bile le rona ka rosi re belafala ka lona mo diphuthegong tsa Modimo, ka bopelotelele jwa lona le tumelo, lo le mo dipogisong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tse lo di itshoketseng. Dilo tse ke sesupo se se bonalang sa katlholo e e siameng ya Modimo, sa gore lo kaiwe lo tshwanetse bogosi jwa Modimo, jo lo bileng lo bo bogelang botlhoko.
”A Morena a gogele dipelo tsa lona mo loratong lwa Modimo, le mo bopeloteleleng jwa ga Keresete.
”Bofelelo jwa tao eo ke lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng, le segakolodi se se molemo, le tumelo e e se nang boitimokanyo.
”mme tshegofatso ya Morena wa rona ya tota thata ka tumelo le lorato lo lo mo go Keresete Jesu.
”Ope a se ka a nyatsa bokau jwa gago; o nne sekao sa ba ba dumelang, mo puong le mo mokgweng wa go tshela, mo loratong, mo tumelong le mo boitshekong.
”Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.
”Wena monna wa Modimo tshaba dilo tse; o latele tshiamo; le poifomodimo le tumelo, le lorato, le bopelotelele le bopelonolo.
”Ke leboga Modimo o ke sa leng ke o direla le mo go borraetsho ka segakolodi se se itshekileng, jaaka go go gopola ga me go sa khutle mo mekokotlelong ya me, bosigo le motshegare ke ntse ke tlhologeletswe go go bona, gore ke tladiwe boitumelo, ka ke ntse ke gakologetswe dikeledi tsa gago.
”Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa bogatlapa, fa e se wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng fela. Ke gone, o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ga tshupo ya Morena wa rona, le fa e le ka ga me ke le mogolegwi wa gagwe, mme o itshokele bothata o na le Mafoko a a Molemo ka fa thateng ya Modimo;
”Motlhanka wa Morena ga a a tshwanela go lwa, fa e se go nna bonolo fela mo go botlhe, a le setswerere go ruta, a le boiphapaanyo; a le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang; e tle e re kgotsa Modimo wa ba naya boikwatlhao jwa go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.
”Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo.
”Mme wena o latetse thuto ya me le mokgwa, le boikaelelo, le tumelo le bopelotelele, le lorato, le boitshoko,
”Mme wena o tle o bue dilo tse di tshwanetseng thuto e e itekanetseng. Ke go re, a bannabagolo ba itse go ikgapa, ba nne masisi, ba nne mogopolo o o lekalekanyeng, e nne ba ba itekanetseng mo tumelong, le mo loratong, le mo bopeloteleleng; le gore basadibagolo le bone ba nne masisi mo mokgweng wa bone, e se bapateletsi, ba sa lemalela bojalwa, e le ba ba rutang batho se se molemo; gore ba rute basadi ba meroba go rata banna ba bone, le go rata bana ba bone. Le go nna mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boitsheko, e le ba ba itirelang mo gae, ba le pelonomi, ba le kutlo mo banneng ba bone, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe. Le makau, o ba laye gore ba nne mogopolo o o lekalekanyeng; o ntse o itshupa mo dilong tsotlhe o le sekao sa ditiro tse di molemo; le mo thutong ya gago o itshupe o le pelontle, o le masisi, o le puo ya tlhomamo, e e sa kakeng ya nyadiwa; e tle e re yo o ganetsang a tlhajwe ke ditlhong, a tlhokile sa bosula se o se buang ka ga rona.
”O ba gakolole gore ba ineele mo balaoding, le gore ba nne kutlo mo go ba ba neetsweng taolo, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo; ba se ka ba bua bosula ka ga motho ope, ba se nne dikgangkgang, ba nne bonolo, ba le boikokobetso jotlhe mo bathong botlhe. Gonne e rile gale le rona ra bo re le dieleele, re sa utlwe, re tsiediwa, re direla dithato dingwe le dingwe le dikgatlhego, re tshela ka peloetlhoi, le mo bopelotshetlheng, re le ba ba ilegang, re bile re ilana. Mme e rile bopelonomi jwa Modimo Moreboloki bo sena go bonala, le go rata motho ga one, ya se ka ya nna ka ditiro tse di dirilweng, mo tshiamong tse rona ka rosi re di dirileng, mme wa re boloka ka fa kutlwelong botlhoko ya one, ka tlhapiso ya go tsalwa seša, le ka bošafatso jwa Mowa o o Boitshepo,
”Ke leboga Modimo wa me ka metlha yotlhe, ke ntse ke go umaka mo merapelong ya me, ka ke utlwela lorato lwa gago, le tumelo e o e supang ka ga Morena Jesu, le ka ga baitshepi botlhe.
”gonne ke bonye boitumelo jo bogolo le kgomotso mo loratong lwa gago, ka dipelo tsa baitshepi di rudisitswe ke wena, ngwana a rra. Ke gone, le fa ke ne ke ka nna le tshosologo mo go Keresete go go laolela se se tshwanetseng, le fa go ntse jalo, ka ntlha ya lorato bogolo ke go rapela fela, ke le yo o tshwanang le Paulo wa monnamogolo, jaanong ke bile ke le mogolegwi wa ga Keresete Jesu.
”Gonne Modimo ga o tshiamololo ya gore o ka lebala tiro ya lona, le go rata leina la one, mo lo go bonyweng ka lo ntse lo direla baitshepi, mme lo sa ntse lo ba direla le gompieno.
”Gonne ke tlaa nna boutlwelobotlhoko ka ga ditshiamololo tsa bone le dibe tsa bone, ga nketla ke tlhola ke di gopola.”
”a re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo; re se ka ra bakela go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe, mme re laelane; bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.
”gonne yo Morena o mo ratang o a tle a mo otlhaye, a kgwathise ngwana mongwe le mongwe yo o mo amogelang.” Kwatlhao ke yone e lo e itshokelang. Aitse Modimo o lo direla jaaka bana; gonne ngwana ke ofe yo rraagwe o sa mo otlhayeng? Mme fa lo sa bone kwatlhao e botlhe ba e bonang, lo bo lo le bana ba dikgora, e seng bana sebele. Gape, re ne re na le borraetsho ba nama ba ba re otlhaileng, mme ra ba sisimoga. Bogolo thata a ga re ketla re nna kutlo mo go ene Rara wa mewa, ra tshela?
”A go rata bakaulengwe go tswelele pele. Se lebaleng go itshupa lorato mo baennyeng; gonne bangwe ba kile ba tshogana ka ba tshotse baengele ka gone ba sa itse. Gopolang ba ba mo dikgoleng, jaaka fa lo ka bo lo golegilwe nabo; le ba ba direlwang maswe, jaaka le lona lo sa ntse lo le mo mmeleng.
”Go dira molemo le go thusanya, lo se ka lwa go lebala, gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.
”A mokaulengwe yo o leng mothonyana fela a itumele mo go godisiweng ga gagwe;
”Mo, lo a go itse, bagaetsho ba ba rategang. A motho mongwe le mongwe a nne bonako go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale; gonne bogale jwa motho ga bo dire tshiamo ya Modimo. Ke gone ka re, latlhang bomaswe jotlhe, le go penologa ga boikepo, mme lo amogele ka bonolo lefoko le le tlhomilweng, le le nonofileng go boloka mewa ya lona.
”Fa motho mongwe a ithaya a re ke modumedi, mme a sa kganele loleme lwa gagwe, a itsietsa pelo, tumelo ya motho yo ke lefela.
”Gonne e re fa go tsena mo ntlong ya lona ya thuto, monna mongwe a rwele lenyena la gouta, a le diaparo dintle; go ba go tsena mohumanegi yo o diaparo di maswe; fa lo tlhokomela yo o apereng diaparo tse dintle, lo mo raya lo re: “Wena, a ke o dule fano bonnong jo bontle,” mme lo reye motho wa mohumanegi lo re: “Wena o eme foo, kgotsa o dule fa tlase ga sebeo sa me sa dinao,” a megopolo ya lona ga e a kgaogana, a ga lo a tswa baatlhodi ba ba megopolo e e bosula? Reetsang, bagaetsho ba ba rategang: A Modimo a ga o a itlhaolela ba e leng bahumanegi ka ga lefatshe leno, gore ba nne bahumi mo tumelong, le barui ba bogosi jo o bo solofeditseng ba ba o ratang? Mme lona lo tlotlolotse motho wa mohumanegi. A bahumi a ga ba lo patike, ba lo gogela ka bosi kwa dinnong tsa tshekelo?
”Le fa go ntse jalo, fa lo dirafatsa molao o e leng wa segosi, ka fa lokwalong, go re: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata,” lo tlaa bo lo dira sentle. Mme fa lo tlhaola batho, lo a leofa, lo bile lo tshwerwe ke molao jaaka batlodi.
”Gonne katlholo ga e na kutlwelobotlhoko mo go ene yo o se kang a itshupa kutlwelobotlhoko; kutlwelobotlhoko e belafalela katlholo.
”Fa oo rra motho, kgotsa kgaitsadia motho a sa apara, a ba a tlhoka tse e leng dijo tsa letsatsi, mme mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamayang sentle, lo thuthafale, lo kgore,” le fa go ntse jalo lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele, ana go a bo go thusang? Go ntse fela jalo tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi.
”Jalo loleme le lone ke tokololo e potlana, lo bolela dilo tse dikgolo ka go ipelafatsa. Bonang, sekgwa se segolo jang se se tshujwang ka molelo o le monnyennye! Loleme ke molelo; lobopo lwa tshiamololo mo dinameng tsa rona ke loleme, lo e leng lone lo leswefatsang mmele otlhe, lo tshube tikologo yotlhe ya tlholego ya rona, mme lona lo bo lo tshubilwe ka molelo wa molete.
”Ke mang yo o botlhale, yo o nang le tlhaloganyo mo go lona? A a ke a supe ditiro tsa gagwe ka bonolo jwa botlhale, ka go tshela ga gagwe mo go molemo. Mme fa lo na le lefufa le le galakang, le kgang mo pelong tsa lona, lo se ka lwa ipelafatsa, lo se ka lwa aketsa boammaaruri.
”Gonne kwa go leng lefufa le kgang, go bile go na le tobekano, le tiro nngwe le nngwe e e maswe teng. Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo bo simologa bo le boitsheko, foo bo nne kagiso, bo bonolo, bo rapelesege ka bofefo, bo tletse boutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, bo se na kakabalo, bo se na boitimokanyo. Loungo lwa tshiamo lo jalwa mo kagisong, lo jalelwa ba ba ratang kagiso.
”Ana dintwa di tswa kae, le ditlhabano di tswa kae mo go lona? A ga di tswe mo, e bong mo dikgatlhegong tse di lwang mo ditokololong tsa lona? Lo tle lo eletse, mme ga lo bone sepe; lo bolaye, lo nne lefufa, lo retelelwe ke go bona sepe; lo tlhabane, lo lwe, mme ga lo bone sepe ka gobo lo sa lope. Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona.
”Mme o tle o okeletse batho tshegofatso. Ke gone lokwalo lo buang lo re: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.” Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba. Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela. Itloseng leswe mo diatleng, baleofi ke lona; lo intlafatse dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi. Ipatikeng, lo hutsafale, lo lele; a go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge pelo e botlhoko. Ingotlafatseng fa pele ga Morena, mme o tlaa lo goletsa. Lo se ka lwa sebana, bagaetsho. Yo o sebang mokaulengwe kgotsa a sekisa mokaulengwe wa gagwe, o seba molao, o sekisa molao; mme fa o nyatsa molao, ga o modiri wa molao, o mosekisi wa one.
”Ke gone, yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.
”Le lona lo nne pelotelele; lo itiise dipelo; gonne go tla ga Morena go gaufi. Bagaetsho, lo se ka lwa ngongoregalana, gore lo tle lo se ka lwa sekisiwa; bonang, moatlhodi o eme fa mojako. Bagaetsho, lo ipeele sekao sa boitshoko le bopelotelele, ka baperofeti ba ba kileng ba bua mo ineng la Morena.
”Ke gone lo ipolelelane dibe, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe. Mokokotlelo wa mosiami o thusa thata mo go direng ga one.
”E re ka lo itshekisitse mewa ka go ineela ga lona mo boammaaruring, lwa tsamaya lwa fitlha mo go rateng bakaulengwe, mo go se nang boitimokanyo, ka re, lo ratane mo pelong ka tlhoafalo;
”Ke gone, latlhang boikepo jotlhe, le boferefere jotlhe, le maitimokanyo, le mapelotshetlha, le dipuo tsotlhe tse di maswe. Fela jaaka banyana ba e leng gone ba tsalwang, lo tlhologelelwe maši a semowa a a se nang boferefere, gore lo tle lo golele polokong ka one.
”Tlotlang batho botlhe. Ratang bokaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi. Lona batlhanka lo nne kutlo mo go beng ba lona ka poifo yotlhe; e seng mo go ba ba molemo, le ba ba bonolo fela, e leng le mo go ba ba logala fela.
”Gonne lo bileditswe gone moo; gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe: “Yo o se kang a dira boleo bope, le boferefere bo se kang jwa fitlhelwa mo molomong wa gagwe.” Yo e rileng a kgojwa, a se ka a ba a kgoba; yo e rileng a boga botlhoko, a se ka a bopa; mme a ineela fela mo go yo o atlholang ka tshiamo;
”Sa bofelo, nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobetso: Lo sa lefetse bosula ka bosula, le fa e le kgobo ka kgobo; mme bogolo e nne ka go segofatsa; gonne lo bileditswe gone moo, gore lo rue tshegofatso boswa.
”mme bogolo go dilo tsotlhe, a go ratana ga lona go tuke; gonne lorato lo tle lo bipe bontsi jwa dibe; lo tsholane ka go phumisetsanya lo se na ngongorego. Ka fa mongwe le mongwe o amogetseng neo ka teng, lo bo lo direlane ka yone fela, jaaka balebedi ba ba molemo ba tshegofatso e ntsintsi ya Modimo;
”Le lona babotlana, lo nne kutlo mo go ba e leng bagolwane. Ee, lotlhe lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso. Ke gone ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela.
”Lo dumedisanye ka katlo ya lorato. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete.
”Ee, ka ntlha ya gone moo, le lona lo ke lo oketse ka tlhaofalo, ke go re, mo tumelong ya lona lo tsenye go dira molemo, le mo go direng molemo ga lona lo tsenye kitso. Le mo kitsong ya lona lo tsenye boikgapo; mo boikgapong jwa lona lo tsenye pelotelele; mo bopeloteleleng jwa lona lo tsenye poifomodimo; le mo poifong Modimo ya lona lo tsenye go rata bakaulengwe; le mo go rateng bakaulengwe lo tsenye lorato.
”Mme le fa e le mang yo o bolokang lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo dirilwe boitekanelo mo go ene. Ke gone ka fa re itseng fa re le mo go ene ka teng:
”Yo o reng o mo leseding, mme a ila mogagabo, o ntse o mo lefifing le gompieno. Yo o ratang mogagabo o ntse mo leseding, mme ga go na kgopiso epe mo go ene. Mme yo o ilang mogagabo, o mo lefifing, o bile o tsamaya mo lefifing, ga a itse kwa o yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse matlho.
”Se rateng lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga lo yo mo go ene.
”Bonang ka fa lorato lo ntseng ka teng lo Rara o re ratileng ka lone, fa e bo ne ne fano re bidiwa bana ba Modimo; mme re ntse fela jalo. Lefatshe ga le re itse, ka ntlha ya gobo le ene ga le a ka la mo itse.
”Gonne e ke yone taetso e lo sa leng lo e utlwa mo tshimologong, gore re ratane.
”Re a itse fa re dule mo losong, re ile go tsena mo botshelong ka gobo re rata bakaulengwe. Yo o sa rateng o ntse mo losong fela. Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene. Lorato re lo itse ka gone mo, ka a ineetse mo losong ka ntlha ya rona; mme le rona re tshwanetse go ineela mo losong ka ntlha ya ba ga rona. Mme le fa e le mang yo o nang le dilo tsa lefatshe, mme a bona mogagabo a tlhoka, a ikitsa go mo tlhomogela pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene? Banyana ba me, a re se rateng ka molomo fela, le fa e le ka loleme fela; fa e se ka tiro le boammaaruri.
”E ke yone taolo ya one, gore re dumele mo ineng la Morwa one Jesu Keresete, le go ratana, fela jaaka o re neile taolo.
”Baratwa, a re rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo. Mongwe le mongwe yo o ratang o tsetswe ke Modimo, o bile o itse Modimo. Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato. Lorato lwa Modimo lo bonatsheditswe rona ka gone moo, ka Modimo o romile Morwa one yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng, gore re tshele ka ene. Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona. Baratwa, fa Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re tshwanetse go ratana. Ga go motho ope yo o ileng a bona Modimo ka motlha ope; fa re ratana, Modimo o nnetse ruri mo go rona, le lorato lwa one lo dirilwe boitekanelo mo go rona.
”Re a itse, re bile re dumetse lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Modimo o lorato; yo o nnetseng ruri mo loratong, o nnetse ruri mo Modimong, le Modimo o nnetse ruri mo go ene. Lorato lo dirwa boitekanelo kwano go rona ka gone mo, gore re tle re nne le botlhokapoifo mo tsatsing la tsheko; gonne jaaka a ntse, le rona re ntse fela jalo mo lefatsheng leno. Ga go na poifo epe mo loratong; mme lorato lo lo itekanetseng lo tle lo latlhele poifo kwa ntle, ka poifo e na le petso; yo o boifang ga a a dirwa boitekanelo mo loratong. Rona re a rata, ka gobo o re ratile pele. Fa motho a re: “Ke rata Modimo,” mme a ile mogagabo, o maaka; gonne yo o sa rateng mogagabo yo o mmonang ka matlho, ga a ka ke a rata Modimo, o a iseng a o bone. Mme taolo e re e tshotse mo go ene, gore yo o ratang Modimo, a a rate le mogagabo.
”Le fa e le mang yo o dumelang fa Jesu e le Keresete, o tsetswe ke Modimo; mme yo o ratang yo o tsetseng, o bile o rata le ene yo o tsetsweng ke ene. Re a itse fa re rata bana ba Modimo ka gone mo, mogang re ratang Modimo, re dira ditaolo tsa one. Gonne lo ke lone lorato lwa Modimo, gore re boloke ditaolo tsa one; ditaolo tsa one ga di tlhokofatse.
”Ka re, tshegofatso e tlaa nna le rona, le boutlwelobotlhoko, le kagiso, e le tse di tswang mo Modimong Rara, le mo go Jesu Keresete, Morwa Rara, mo boammaaruring le mo loratong.
”Mme jaana ke a go rapela, mohumagadi, e seng jaaka e kete ke go kwalela taolo nngwe e ntšha, fa e se e re ntseng re na nayo le mo tshimologong, ya gore re ratane. Lo ke lone lorato, gore re ke re tsamaye ka fa ditaolong tsa one. E ke yone taolo, fela jaaka lo ntse lwa nna lwa utlwa le mo tshimologong, gore lo ke lo tsamaye mo go one.
”lo nne lo ipoloke mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo lebeletse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete, e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Bangwe lo ba utlwele botlhoko, e bong ba ba akabalang. Bangwe lo ba boloke, ka go ba swatola mo molelong; bangwe lo ba utlwele botlhoko ka poifo, lo ntse lo ila le se e leng seaparo se se mathegetsweng ke leswe la senama.
”le mo go Jesu Keresete, yo e leng ene mosupi yo o ikanyegang, wa motsalwapele wa baswi, le molaodi wa dikgosi tsa lefatshe. Ene yo o re ratang, a re golola mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe;
”Ke go nyaletsa se, ka re, o tlogetse lorato lwa gago lwa ntlha.
”Ke a di itse ditiro tsa gago, le lorato lwa gago, le tumelo, le tirelo, le bopelotelele, le gore ditiro tsa gago tsa morago di feta tsa ntlha.
”Botlhe ba ke ba ratang, ke a tle ke ba kgalemele, ke ba otlhaye; ka re, o tlhoafale, o bo o ikwatlhaye.
”Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora; le letsatsi ga le ketla le ba babalela, le fa e le mogote ope, gonne Kwana yo o fa gare ga setulo sa bogosi, o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”
”Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe.
”O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.” Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko. Yo o fenyang o tlaa rua dilo tse, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe, le ene o tlaa nna morwaake.
”