12 – Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Matthew 5:28

Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.

Galatians 5:24

Mme ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama, le dikgotelo le dithato tsa yone.

Matthew 19:9

Le nna ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, mme a nyala yo mongwe, o dira boaka; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o dira boaka.”

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 177

Genesis 2:24

Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.

Genesis 18:20-32

Jehofa a re: “E re ka selelo ka ga Sotoma le Gomora se le segolo, le ka boleo jwa bone bo utlwisa botlhoko thata, ke tlaa fologa jaana, ke ya go bona boo ba dirile gotlhe fela ka fa selelong se se fitlhileng kwa go nna; fa go sa nna jalo, ke tlaa itse.” Banna ba, ba sokologa gone, ba tsamaela kwa Sotoma, mme Aberahame a nama a sa eme fa pele ga Jehofa. Aberahame a atamela a re: “A o tlaa nyeletsa basiami le baikepi? E tlaa re fa gongwe go ka nna le basiami ba le 50 mo motseng, a o tlaa nyeletsa o sa rekegele motse oo ka ntlha ya basiami ba ba 50 ba ba gone? A go nne kgakala nao go dira mo go ntseng jalo, go bolaya basiami le baikepi, ka e tlaa bo e le go re basiami ba ntse jaaka baikepi. Golo mo, a go nne kgakala nao; a Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a ketla a dira tshiamo?” Jehofa a re: “E tlaa re fa ke fitlhela basiami ba le 50 mo Sotoma, mo teng ga motse, foo ke tlaa rekegela gotlhe ka ntlha ya bone.” Aberahame a fetola a re: “Bona jaana, nna yo ke leng lorole le molora, ke ipeile go bua le Jehofa. E tlaa re gongwe go tlhokafale ba le batlhano mo basiaming ba ba 50, a o tlaa senya motse otlhe ka go tlhoka ba le batlhano?” Mme a re: “Ga nketla ke o senya fa ke fitlhela ba le 45 gone.” A fela a bua nae gape, a re: “E tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 40 gone.” Mme a re: “Ga nke ke go dira ka ntlha ya ba ba 40.” A re: “A Morena wa me a se ka a nna bogale, ke tlaa bua. E tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 30 gone.” A re: “Ga nketla ke go dira fa ke fitlhela ba le 30 gone.” A re: “Bona, jaana, ke ipeile go bua le Morena; e tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 20 gone.” Mme a re: “Ga nketla ke o senya ka ntlha ya ba ba 20.” A re: “A Morena wa me a se ka a nna bogale, ke tlaa fela ke bua gangwe fela gape; e tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le some gone.” A re: “Ga nketla ke o senya ka ntlha ya ba ba some.”

Genesis 19:1-11

Baengele ba babedi ba fitlha kwa Sotoma go le maitseboa, Lote a bo a dutse fa kgorong ya Sotoma. Ya re Lote a ba bona, a nanoga a ya go ba kgatlhantsha, a ikobela ka sefatlhogo fa fatshe. A re: “Bonang jaana, barena ba me, ke a lo rapela, a lo ke lo fapogele mo ntlong ya motlhanka wa lona, lo lale, lo itlhapise dinao tsa lona, lo tlaa phakela lo tsamaya.” Ba re: “Nnyaa re tlaa lala mo mmileng.” A ba rapela thata, ke fa ba fapogela mo go ene, ba tsena mo ntlong ya gagwe; a ba direla modiro, a besa senkgwe se se sa bedisiwang, ba a ja. E rile ba ise ba robale, banna ba motse, e bong banna ba Sotoma, ba dika ntlo, bannye le bagolo, batho botlhe ba tswa ntlheng tsotlhe fela. Ba goa Lote, ba mo raya ba re: “Banna ba ba tsenyeng mo go wena sigong jono ba fa kae? Ba ntshetse kwano go rona, gore re tlhakanele dikobo nabo.” Lote a tswela kwa go bone kwa mojakong, a tswala ntlo morago ga gagwe. A re: “Ke a lo rapela bana ba ga rra, lo se ka lwa dira bosula jo bo kalo. Bonang jaana ke na le bana ba basetsana ba le babedi ba ba iseng ba itse monna; ke a lo rapela, lo mme ke ba ntshetse kwa go lona, mme lo dire ka bone se se rategang mo matlhong a lona; mme banna ba, lo se ka lwa ba dira sepe, ka e le fa ba tsenye ka fa tlase ga moriti wa ditlhomeso tsa me.” Ba re: “Thiboga foo.” Ba ba ba re: “Seo se sa motho se ne se tsile go jaka fela, mme jaanong o rata go re laola; jaana re tlaa go direla maswe bogolo go bone.” Ba pitlelela monna yo thata, e bong Lote, ba atamela, ba tla go thuba setswalo. Banna ba, ba ntsha letsogo, ba gogela Lote kwa go bone mo ntlong, mme ba tswala ntlo. Banna ba ba ka fa mojakong wa ntlo ba ba foufatsa, bannye le bagolo; jalo ba itapisa fela ka gore ba senka mojako.

Genesis 19:12-17

Banna bao ba raya Lote ba re: “Fa o sa na le bangwe gape mono, bagwe ba gago le bomorwao, le bomorwadio, le mongwe fela yo o nang nao mo motseng, o ba ntshe felong fa; gonne re tlaa senya felo fa, ka gobo selelo ka ga bone se diregile sekgobo fa pele ga Jehofa; jalo Jehofa o re romile gore re senye Sotoma.” Lote a tswela kwa ntle, a ya go bua le bagwe ba gagwe ba ba neng ba tlaa tsaya bomorwadie a re: “Nanogang lo tswe felong fa, gonne Jehofa o tlaa senya motse o.” Mme mo go bagwe ba gagwe ya ne ekete ke motho yo o sotlang. E rile bosigo bo anoga, foo baengele ba akofisa Lote ba re: “Nanoga, o tseye mosadi wa gago le bomorwadio ba babedi, ba ba fano; o ka tla wa nyelediwa mo tshiamologong ya motse.” Mme a diega; banna bao ba mo tshwara ka seatla, le seatla sa mosadi wa gagwe, le seatla sa bomorwadie ba babedi, ka Jehofa a mo utlwela botlhoko. Ba mo ntshetsa kwa ntle, ba mmaya kwa ntle ga motse. Ga dirala ya re ba sena go ba ntshetsa koo kwa ntle, a mo raya a re: “Tshaba o iphedise; se gadime, le gone o se ka wa emaema mo lobaleng lotlhe fela. Tshabela kwa thabeng, o tle o se ka wa nyelediwa.”

Genesis 19:24

Foo Jehofa a nesetsa Sotoma le Gomora sulefura le molelo mo go tswang kwa go Jehofa mo legodimong.

Genesis 19:26

Mosadi wa gagwe a gadima a le fa morago ga gagwe, mme a tswa motlhoboloko wa letswai.

Genesis 20:3

Modimo wa tla mo go Abimeleke ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “Bona, o moswi fela ka ntlha ya mosadi yo o mo tsereng; ka gobo e le mosadi wa monna o sele.”

Genesis 34:2

Shekeme morwa Hamore wa Mohife, kgosana ya lefatshe leo, a mmona; mme a mo tsaya a lala nae, a mo senya.

Genesis 34:7

E rile bomorwa Jakobe ba utlwa ba tloga ba tla gae ba tswa kwa nageng; banna bao ba hutsafala, ba nna bogale thata ka a dirile boatla mo go Iseraele ka go lala le morwadia Jakobe; e le selo se se sa tshwanelang go dirwa.

Genesis 34:26-27

Ba bolaya Hamore le Shekeme morwawe ka bogale jwa tšhaka, ba ntsha Dina mo ntlong ya ga Shekeme ba tswa ba tsamaya. Bomorwa Jakobe ba tla mo go ba ba bolailweng, ba thopa motse, ka gobo ba ne ba leswefaditse kgaitsadia bone.

Genesis 34:31

Ba re: “A o ne a ka direla kgaitsadia rona jaaka seaka?”

Genesis 38:15-26

E rile Juta a mmona a ithaya a re, ke seaka; gonne o ne a ipipile sefatlhogo. A fapogela kwa go ene fa tseleng a re: “Ke a go rapela, a re ye koo, o mme ke ye mo go wena;” gonne a sa itse fa e le ngwetsi wa gagwe. Mme a re: “O tlaa nnaya eng gore o tle o tle mo go nna.” A re: “Ke tlaa go romela potsane ya dipodi e tswa kwa letsomaneng.” Mosadi a re: “A o tlaa mpeela sengwe o tle o tsamaye o bo o e tlise?” Mme a re: “Ke tlaa go beela eng?” A re: “Sekano sa gago, le mogala wa sone, le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.” Mme a di mo neela, a ya mo go ene, a mo imisa. Tamare a nanoga a tsamaya, a apola losire lwa gagwe, a apara diaparo tsa botlholagadi jwa gagwe. Juta a romela potsane ka seatla sa tsala ya gagwe ya Moadulame, gore a amogele peelo mo seatleng sa mosadi; mme a se ka a mo fitlhela. Foo a botsa banna ba ga gabo mosadi, a re: “Se kae seaka se se neng se le kwa Enaime ka fa tseleng?” Ba re: “Ga go ise go ke go nne seaka mono.” A boela kwa go Juta a re: “Ga ke a ka ka mo fitlhela; le bone banna ba felo foo ba re: ‘Ga go ise go ke go nne seaka mono.’ ” Juta a re: “A a se itseele, e se re gongwe ra tlhabisiwa ditlhong; bona, ke rometse potsane e, mme ga o a ka wa mo fitlhela.” Ga dirala ya re e ka ne e le dikgwedi di le tharo morago, ga bolelelwa Juta ga twe: “Tamare ngwetsi wa gago, o akafetse; le gone o moimana ka boaka.” Juta a re: “Mo ntshetseng kwa ntle, a fisiwe.” E rile a ntshediwa kwa ntle a roma kwa go matsalaagwe a re: “Ke ka monna yo dilo tse e leng tsa gagwe ke leng moimana ka ene; a ba a re ke a go rapela, sekaseka dilo tse, o bone gore ke tsa ga mang, sekano, le megala, le thobane?” Juta a di dumela a re: “Ee, tsa me;” a ba a re: “Ene o siame bogolo go nna: ka gobo ke se ka ka mo neela Shela morwaake.” Mme a se ka a ba a tlhola a mo itse.

Genesis 39:7-12

Ga dirala ya re morago ga dilo tse, mogatsa mong wa gagwe a eletsa Josefe ka matlho; mme a re: “Robala le nna.” Mme a gana, a raya mogatsa mong wa gagwe a re: “Bona, monngwake ga a itse sepe se se mo go nna mo ntlong, o tsentse tsotlhe tse a nang natso mo seatleng sa me; mo ntlong e, ga go na ope yo o mogolo mo go nna, le gone ga a a baya sepe kwa ntle ga me, fa e se wena, ka gobo o le mosadi wa gagwe; kana foo bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?” Mme ya re a ntse a bua le Josefe ka malatsi go tlhomagana, a se ka a mo reetsa go rapama fa go ene le fa e le go nna nae. Ga dirala ya re ka lobaka loo Josefe a tsena mo ntlong go dira tiro ya gagwe; mme go ne go se na ope wa banna ba ntlo gone mo teng. Mosadi a mo phamola ka seaparo a re: “Robala le nna.” Josefe a tlogela seaparo sa gagwe mo seatleng sa mosadi a tshaba, a tswela kwa ntle.

Genesis 39:13-20

Ga dirala ya re mosadi a bona fa a tlogetse seaparo sa gagwe mo seatleng sa gagwe, a bile a tshabetse kwa ntle, a kua banna ba ntlo ya gagwe, a bua nabo, a re: “Bonang, o tsentse motho wa Mohebere mo go rona go re sotla; o ne a tsena kwa go nna gore a robale le nna, mme ka goa ka lentswe le legolo. Ga dirala ya re a utlwa ke tsholetsa lentswe la me ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna a tshaba, a tswela kwa ntle.” A baya seaparo sa gagwe fa go ene, ya ba ya tla mong wa gagwe a tla gae. A bua nae ka mafoko a, a re: “Motlhanka wa Mohebere yo o mo tlisitseng mo go rona o ne a tsena kwa go nna go ntshotla. Ga dirala e rile ke tsholetsa lentswe la me ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna a tshabela kwa ntle.” Ga dirala ya re mong wa gagwe a utlwa mafoko a mosadi wa gagwe o a buang nae a re: “Motlhanka wa gago o ntirile jaana,” bogale jwa gagwe jwa tuka. Mong wa ga Josefe a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, felo kwa bagolegwa ba kgosi ba golegelwang gone; a nna gone mo ntlong ya kgolegelo.

Exodus 20:14

“O se ka wa dira boaka.

Exodus 20:17

“O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena, o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le kgomo ya gagwe, le fa e le esela ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.”

Exodus 22:19

“Le fa e le mang yo o lalang le sengwe sa ditshedi, ruri a a bolawe.

Leviticus 18:6-18

“Ga go na ope wa lona yo o tlaa atamelang kwa go mongwe yo o gaufi nae ka go tsalwa, go tla a bipolola bosaikatega jwa gagwe; ke nna Jehofa. Bosaikatega jwa ga rraago, e bong bosaikatega jwa ga mmaago, o se ka wa bo bipolola, ke mmaago; o se ka wa bipolola bosaikatega jwa gagwe. Bosaikatega jwa ga mogatsa rraago, o se ka wa bo bipolola; ke bosaikatega jwa ga rraago. Bosaikatega jwa ga kgaitsadio, morwadia rraago, kgotsa morwadia mmaago, le fa ba tsaletswe mo gae kgotsa ba tsaletswe kwa kgakala, bosaikatega jwa bone, o se ka wa bo bipolola. Bosaikatega jwa ga morwadia morwao, kgotsa jwa ga morwadia morwadio, bosaikatega jwa bone o se ka wa bo bipolola, gonne bosaikatega jwa bone ke jwa gago tota. Bosaikatega jwa ga morwadia mogatsa rraago, yo o tsetsweng ke rraago, ka e le kgaitsadio, o se ka wa bipolola bosaikatega jwa gagwe. O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga kgaitsadia rraago; ke mosadi yo o gaufi le rraago ka go tsalwa. O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga ngwanaarraagwe maago; ke mosadi yo o gaufi le maago ka go tsalwa. O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga rangwanaago; o se ka wa atamela mosadi wa gagwe, ke mogatsa rangwanaago. O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ngwetsi wa gago, ke mogatsa morwao, o se ka wa bipolola bosaikatega jwa gagwe. O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga mogatsa morwa rraago; ke bosaikatega jwa ga morwa rraago. O se ka wa bipolola bosaikatega jwa mosadi le morwadie; o se ka wa tsaya morwadia morwawe, kgotsa morwadia morwadie, go bipolola bosaikatega jwa gagwe, ke basadi ba ba gaufi ka go tsalwa; ke tshiamololo. O se ka wa re o tsaya mosadi wa mo tsaya le ngwana yo mongwe wa ga rraagwe; go nna lefufa nae, go bipolola bosaikatega jwa gagwe, go mo pataganya le yo mongwe a sa ntse a tshedile.

Leviticus 18:19-23

“O se ka wa atamela mosadi go bipolola bosaikatega jwa gagwe fa a itshekologile ka medibela ya gagwe. O se ka wa lala le mosadi wa mongwe ka wena, go iitshekolola ka ene. O se ka wa ntsha ope wa losika lwa gago go ya go mo ralaletsa Moleke molelo; le gone o se ka wa tlhapatsa leina la Modimo wa gago; ke nna Jehofa. O se ka wa lala le banna, go ba etsa basadi; ke makgapha. O se ka wa lala le setshedi sepe go iitshekolola ka sone, le gone a go se nne mosadi ope yo o tlaa emang fa pele ga setshedi gore a lale naso; ke maferetsoko.

Leviticus 19:29

“O se ka wa tlhapatsa morwadio, go mo dira seaka; lefatshe le ka tla la wela mo boakeng, mme la tlala boikepo.

Leviticus 20:10-16

“Motho yo o dirang boaka le mosadi wa motho yo mongwe, e bong ene yo o dirang boaka le mosadi wa mongwe ka ene, monna yo o dirileng boaka, le mosadi yo o dirileng boaka, a ba bolawe boo babedi. Le motho yo o lalang le mogatsa rraagwe, o bipolotse bosaikatega jwa ga rraagwe; ba bolawe boo babedi, madi a bone a a nne mo go bone. Fa motho a lala le ngwetsi wa gagwe, a ba bolawe ruri boo babedi; ba dirile marara, madi a bone a a nne mo go bone. Fa monna a lala le monna, a mo etsa mosadi, ba dirile mo go makgapha boo babedi; a ba bolawe ruri, madi a bone a a nne mo go bone. Fa monna a tsaya mosadi le mmaagwe, ke boikepo; a ba fisiwe ka molelo, ene le bone; gore go se nne boikepo mo go lona. Fa monna a lala le setshedi sengwe; a a bolawe ruri; lo bolaye le sone setshedi. Fa mosadi a atamela setshedi sengwe a lala naso; a go bolawe mosadi, le sone setshedi se bolawe ruri; madi a gagwe a a nne mo go ene naso.

Leviticus 20:17-21

“Fa monna a tsaya kgaitsadie, morwadia rraagwe, kgotsa morwadia mmaagwe, mme a bona bosaikatega jwa gagwe, le ene a bona bosaikatega jwa monna, ke selo se se ditlhong, a ba kgaolwe mo ponong ya bana ba batho ba ga bone; o bipolotse bosaikatega jwa ga kgaitsadie; a a rwale boikepo jwa gagwe. Fa monna a lala le mosadi a le medibela, mme a bipolola bosaikategang jwa gagwe, o bipolotse motswedi wa gagwe, le mosadi o ipipolotse motswedi wa madi a gagwe, a ba kgaolwe mo bathong ba ga bone boo babedi. “O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga monnaa mmaago, kgotsa jwa ga kgaitsadia rraago, gonne o bipolotse yo o gaufi nae ka go tsalwa; a ba rwale boikepo jwa bone. Fa monna a lala le mogatsa rangwanaagwe; a ba rwale boleo jwa bone, a ba swe ba se na ngwana. Fa monna a tsaya mogatsa ngwana wa ga rraagwe, ke boitshekologo, o bipolotse bosaikatega jwa ngwana wa ga rraagwe; ba tlaa nna fela ba se na ngwana.

Leviticus 21:7-9

Ba se tseye mosadi yo e leng seaka, kgotsa yo o sentsweng; le gone ba se tseye mosadi yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe, gonne moperesiti o boitshepelo Modimo wa gagwe. Ke gone o mo itshepise; gonne ene o isa dijo tsa Modimo wa gago; a a nne boitshepo go wena; gonne nna Jehofa yo ke lo itshepisang ke boitshepo. Morwadia moperesiti fa a itshentse ka go nna seaka, o tlhapatsa rraagwe, a a fisiwe ka molelo.

Leviticus 21:14

Moswagadi le fa e le mosadi yo o tlhadilweng, le fa e le mosadi yo o itshentseng, seaka, bao a a se ba tseye; a tseye kgarebana ya batho ba ga gabo go nna mosadi wa gagwe.

Numbers 5:12-13

“Bua le bana ba Iseraele, o ba reye, o re: Fa mosadi wa monna mongwe a fapoga a dira tlolo ga pele ga gagwe, fa monna mongwe a lala nae, mme go subega mo matlhong a monna wa gagwe, go lobafetse, mosadi a leswefetse, go se na ope mosupi yo o mo supang, le ene a sa tshwarelwa mo tirong eo;

Numbers 5:29

“O ke one molao wa lefufa, fa mosadi a le mo seatleng sa monna wa gagwe, mme a fapoga, a leswefala,

Numbers 25:6

Mme bonang, mongwe wa bana ba Iseraele a tla a lere mo go ba ga gabo mosadi wa Semidiane mo ponong ya ga Moše, le mo ponong ya phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele, ba sa ntse ba lela fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.

Deuteronomy 5:18

“Le gone o se ka wa dira boaka.

Deuteronomy 5:21

“Le gone o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena; le gone o se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena; le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le pelesa ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.

Deuteronomy 22:5

“Mosadi a a se apare senna, le monna a se apare sesadi; gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o moila mo go Jehofa Modimo wa gago.

Deuteronomy 22:20-21

“Mme e re fa selo se e le boammaaruri, gore ditshupo tsa bokgarebane ga di a ka tsa fitlhelwa mo mosetsaneng, foo ba ntshetse mosetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka maje, a swe, ka a dirile bosilo mo Iseraele, a dirile boaka mo ntlong ya ga rraagwe. Jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago.

Deuteronomy 22:22

“Fa monna a fitlhelwea a lala le mosadi yo o nyetsweng ke monna yo mongwe, foo ba swe boo babedi, monna yo o letseng le mosadi, le ene mosadi; jalo o tlaa bo o tlosa busola mo go Iseraele.

Deuteronomy 22:23-24

“Fa go le mosetsana yo o leng kgarebane, a beeletswe ke monna, mme monna mongwe a mo fitlhela mo motseng, mme a lala nae; foo lo ba ntshetse kwa kgotleng ya motse boo babedi, lo ba kgobotletse ka maje ba swe; mosetsana, ka a se ka a kua, a le mo motseng; le monna, ka a sentse mosadi wa monna wa ga gabo, jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago.

Deuteronomy 22:25-27

“Mme fa monna a fitlhela mosetsana kwa nageng e le yo o beeletsweng, mme monna a mmetelela ka thata, a lala nae, foo monna yo o letseng nae a swe a le esi. Mme mosetsana o se ka wa mo dire sepe; mo go mosetsana ga go na boleo jo bo tshwanetsweng loso; gonne jaaka monna a tsogologela wa ga gabo a mmolaya, le yone tiro eo e ntse jalo; gonne o ne a mo fitlhela kwa nageng, mosetsana yo o beeletsweng o ne a kua, mme go ne go se na ope yo o ka mo gololang.

Deuteronomy 22:28-29

“Fa monna a fitlhela mosetsana yo o leng kagarebane, yo o sa beelelwang, mme a mo tshwara, a lala nae, mme ba bonwa, foo monna yo o letseng nae, a a neye rra mosetsana dipapetla di le 50 tsa selefera, mme a nne mosadi wa gagwe, ka a mo sentse; ga a kake a mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe.

Deuteronomy 22:30

“Monna a a se nyale mogatsa rraagwe, le gone a a se bopolole lotheka lwa ga rraagwe.

Deuteronomy 23:2

Ngwana wa dikgora a se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa; le go ya kwa kokomaneng ya bosome go se nne ope wa gagwe yo o tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.

Deuteronomy 23:17-18

“A go se nne seaka sepe sa bomorwadia Iseraele, le gone, a go se nne mosotoma wa bomorwa Iseraele. O se ka wa isa madi a a thapileng seaka, le fa e le tuelelo ya ntša, mo ntlong ya ga Jehofa Modimo wa gago; gonne dilo tseo tsoo pedi di makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.

Deuteronomy 27:20

‘Go hutsege yo o lalang le mogatsa rraagwe; gonne o bipolotse khiba ya ga rraagwe.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

Deuteronomy 27:21

‘Go hutsege yo o lalang le setshedi sengwe.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

Deuteronomy 27:22

‘Go hutsege yo o lalang le kgaitsadie, morwadia rraagwe, kgotsa morwadia mmaagwe.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

Deuteronomy 27:23

‘Go hutsege yo o lalang le mogwagadie.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

Judges 16:1

Samesone a ya Gasa, mme a bona gone seaka, a tsena kwa go sone.

Judges 19:1-2

Ga dirala ya re mo metlheng eo, ka go se na kgosi mo Iseraele, ga bo go le Molefi mongwe a jaketse ntlheng ya lefatshe la makgabana la Eferaime, mme a bo a tsere mogadingwana mo Bethelehema wa Juta. Mme mogadingwana wa gagwe a akafala a le mo go ene, a tlogela monna, a ya kwa ntlong ya ga rraagwe kwa Bethelehema wa Juta, a nna gone ka dikgwedi di le nne.

Judges 19:22-30

E ne ya re dipelo tsa bone di dira mokete, bonang, banna ba motse, e bong banna ba ba diramatla, ba dika ntlo, ba itaya setswalo; ba bua le mong wa ntlo, e bong monnamogolo, ba re: “Ntsha monna yo o tsileng mo ntlong ya gago, gore re tle re mo itse.” Monna yoo, e bong mong wa ntlo, a tswela kwa go bone, a ba raya a re: “Nnyaa bana ba ga rra, ke a lo rapela lo se ka lwa dira bosula jo bo kalo; e re ka monna yo a tsile mo ntlong ya me, lo se ka lwa dira bosilo joo. Bonang, ngwanake ke yo wa morweetsana le mogadingwana wa gagwe; ke tlaa ba ntsha jaana lo tlaa ba kokobetsa lo dira ka bone ka fa lo ratang ka teng; monna yo lo se ka lwa mo direla bosilo jo bo ntseng jalo.” Mme banna bao ba gana go mo reetsa; mme monna yoo a tshwara mogadingwana wa gagwe, a mo ntshetsa kwa go bone; ba mo itse, ba lala ba mmetelela go ya mosong; e rile ka mahube a naka tsa kgomo ba mo lesa a tsamaya. Foo ga tla mosadi ka mahube, a wela fa ntlong ya monna yo, e morena wa gagwe o mo go yone ga tsamaya bosa jwa sa. Morena wa gagwe a tsoga mo mosong, a bula ntlo, a tswela kwa ntle, a re o a tsamaya; mme bonang, mosadi, e bong mogadingwana wa gagwe, a bo a wetse fa setswalong sa ntlo, diatla tsa gagwe di le fa serepoding. A mo raya a re: “Ema re tsamaye;” mme ga se ka ga araba ope; foo a mo pega mo eseleng; mme monna a nanoga, a ya kwa ga gagwe. E rile a fitlha mo ntlong ya gagwe a tsaya thipa, a tshwara mogadingwana wa gagwe a mo kgaoganya dirwe di le 12, ka fa marapong a gagwe, a mo isa le melelwane yotlhe ya Iseraele. Ga nna jaana, gore botlhe ba ba go bonang, ba re: “E sa le ka bana ba Iseraele ba tswa Egepeto le gompieno, ga go ise go ko go dirwe tiro epe e e ntseng jalo, le fa e le go bonwa; e gopoleng, lo gakololane, lo bue.”

Judges 20:10-11

re tlaa tsaya banna ba le some mo lekgolong lengwe le lengwe mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, le 100 mo go ba ba 1 000, le 1 000 mo go ba ba 10 000, gore ba ye go tsholela batho dijo, e tle e re ba fitlha kwa Gibea wa Benjamine, ba itse go dira jaaka bosilo jotlhe jo ba bo dirileng mo Iseraele.” Jalo banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela motse oo, ba kitlanye jaaka motho a le mongwe fela.

1 Samuel 2:22

Jaana Eli o ne a tsofetse thata; mme a utlwa dilo tsotlhe tse bomarwawe ba di direlang Baiseraele botlhe, le jaaka ba ne ba tle ba lale le basadi ba ba direlang fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.

2 Samuel 11:2-5

Ga dirala ya re go le maitseboana, Dafite a rapamologa mo bolaong jwa gagwe, a tsamaya tsamaya mo godimo ga ntlo ya kgosi; o rile a le mo godimo ga ntlo a bona mosadi mongwe a tlhapa; mosadi yo a bo a le montle thata go lejwa. Dafite a roma a ya go botsa ka ga mosadi, mme mongwe a re: “A yoo ga se Bathešeba morwadia Eliame, mosadi wa ga Uria wa Mohite?” Dafite a roma batho ba ya go mo tsaya; mosadi a tsena kwa go ene mme a lala nae; (gonne o ne a itshekisitswe mo itshekologong ya gagwe;) mosadi a itse go boela kwa ntlong ya gagwe. Mosadi a nna moimana; mme a roma a bolelela Dafite a re: “Ke moimana.”

2 Samuel 12:9-12

Ana o nyaditse lefoko la ga Jehofa ka ntlha yang, wa dira se se bosula mo matlhong a gagwe? O remile Uria wa Mohite ka tšhaka, o bile o tshotse mosadi wa gagwe gore a nne mosadi wa gago, o mmolaisitse tšhaka ya bana ba Amone. Ke gone, tšhaka ga e ketla e tlhola e tlogela ntlo ya gago; ka o nnyaditse, mme wa tsaya mosadi wa ga Uria wa Mohite gore a nne mosadi wa gago.’ Jehofa o bua jaana a re: ‘Bona, ke tlaa go tsosetsa bosula mo go ba e leng ba ntlo ya gago, ke tlaa tsaya basadi ba gago, fa pele ga matlho a gago ke ba naya wa gaeno, mme o tlaa lala le basadi ba gago mo ponong ya letsatsi le. Gonne wena o se dirile mo sephiring; nna ke tlaa dira selo se fa pele ga Baiseraele botlhe, le fa pele ga letsatsi.’ ”

2 Samuel 13:11-14

Ya re a sena go di atametsa fa go ene go tla a di ja, a mo tshwara a mo raya a re: “Ntlo o lale le nna kgaitsadiaka.” A mo fetola a re: “Nyaa kgaitsadiaka, o se ka wa nkatisa; gonne ga go a tshwanela fa sengwe se se ntseng jalo se ka dirwa mo Iseraele; o se ka wa dira bosilo jo. Nna ke tlaa isa kae ditlhong tsa me? Le ka ga gago o tlaa nna jaaka lengwe la masilo mo Iseraele. Ke gone ke a go rapela, bua le kgosi; gonne ga e ketla e gana gore o ntseye.” Le fa go ntse jalo a gana go reetsa lentswe la gagwe; mme e re ka a le thata bogolo go ene, a mo katisa, a lala nae.

1 Kings 11:1-6

Jaana kgosi Solomone a rata basadi ba le bantsi ba ditšhaba tsa seeng, kwa ntle ga morwadia Faro, e le basadi ba Bamoabe, ba Baamone, ba Baetome, ba Basitone le ba Bahite. E le ba merafe e Jehofa o ne a bua ka ga yone le bana ba Iseraele, a re: “Lo se ka lwa ya mo go bone, le bone ba sa ka ba tla mo go lona; gonne ruri ba tlaa faposetsa dipelo tsa lona kwa medimong ya bone.” Solomone a ngaparela bone bao mo loratong. O ne a na le basadi ba le 700, bomorwadia dikgosi, le bagadingwana ba le 300; mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe. Gonne ga dirala e rile Solomone a sena go tsofala basadi ba gagwe ba faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e sele; pelo ya gagwe ya se ka ya nna boitekanelo mo go Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka pelo ya ga Dafite rraagwe e ne e ntse. Gonne Solomone a latela Ašetorethe modimo wa sesadi wa Basitone, le Milekome makgapha a Baamone. Solomone a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a se ka a sala Jehofa morago ka botlalo jaaka Dafite rraagwe a ne a dira.

1 Kings 14:24

Go ne go bile go le basotoma mo lefatsheng; ba dira jaaka makgapha otlhe a merafe e Jehofa Modimo o ne a e lelekile fa pele ga bana ba Iseraele.

1 Kings 15:12

A tlosa Basotoma mo lefatsheng, a ba a tlosa medimo yotlhe ya disetwa e borraagwe ba ne ba e dirile.

1 Kings 22:46

Le masalela a basotoma a a ne a setse mo metlheng ya ga Asa rraagwe, a a tlosa mo lefatsheng.

2 Kings 23:7

A thubaka matlo a basotoma a a ne a le fa ntlong ya ga Jehofa kwa basadi ba ne ba logelela Modimako megope gone.

Job 31:1

“Ke ne ka dira kgolagano le matlho a me, jalo ke ne ke ka leba mosetsana jang?

Proverbs 2:16-17

Go go golola mo mosading yo o leng o sele, e bong mo mosading yo o leng o sele yo o rethefatsang mafoko a gagwe; yo o latlhang tsala ya bokau jwa gagwe, a lebale kgolagano ya Modimo wa gagwe;

Proverbs 5:3-4

Gonne dipounama tsa mosadi o sele di rotha sedinotshe, magalapa a gagwe a boleta bogolo go lookwane. Mme bokhutlo jwa gagwe bo botlhoko jaaka longana, bo bogale jaaka tšhaka e e magale mabedi.

Proverbs 5:20

Kana morwaaka, o ka bo o ratelang go tlhapelwa ke mosadi yo o leng o sele, wa tlamparela sehuba sa mosadi wa seeng?

Proverbs 6:24-29

go go dibela mo mosading yo o bosula, le mo go hakeng ga loleme lwa mosadi o sele. O se ka wa eletsa bontle jwa gagwe mo pelong ya gago; le gone a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe. Gonne motho o tle a humanegisiwe ke mosadi wa sepepe, bojotlhe jwa gagwe e ba e nna semathanyana sa bogobe fela; e bile mosadi yo o seaka o tle a tsome botshelo jo bo tlhokegang. A motho o ka tsaya molelo mo sehubeng sa gagwe, mme diaparo tsa gagwe di sa še? Kgotsa a mongwe o ka tsamaya mo godimo ga magala a a molelo, mme dinao tsa gagwe di sa še? Yo o tsenang kwa mosading wa monna wa ga gabo o ntse jalo; le fa e le mang yo o mo amang ga a ketla a lesiwa fela a sa bediwe.

Proverbs 6:32

Yo o dirang boaka le mosadi, ga a na tlhaloganyo: yo o bo dirang o rata go senya mowa wa gagwe tota.

Proverbs 7:5-10

gore ba go dibele mo mosading wa seeng, mo moennyeng yo o fakang ka mafoko a gagwe. Gonne e kile ya re ka fa seiponing sa ntlo ya me ka okomela ka marofana, mme ka bona mo go ba ba sa tlhalefang, ka lemoga mo makaung, motho mongwe wa lekau yo o se nang tlhaloganyo, a feta le mmila gaufi le kgokgotsho ya mosadi yoo, mme a otobela kwa tseleng e e yang kwa ntlong ya gagwe; ka lotlatlana, ka maabanyane, mo bontshong jwa bosigo, le jwa lefifi. Mme bonang, a kgatlhantshiwa ke mosadi a apere diaparo tsa seaka, mme a le pelo e e boitobo.

Proverbs 7:21-27

A mo kgona ka go bua sentle ga gagwe mo gogolo, a mo kgola ka go haka ga dipounama tsa gagwe. A mo sala morago ka bonako, jaaka kgomo e ya go tlhajwa, kgotsa jaaka seiaie fa se ya dikgolegong tsa kwatlhao; go tsamaya motswi o mo phololetsa sebete; jaaka nonyane e tle e itlhaganelele seru, e sa itse fa e le tatlhego ya botshelo. Ke gone jaana bomorwaaka, ntheetsang, lo tlhokomele mafoko a molomo wa me. A pelo ya gago e se ka ya fapogela kwa tseleng ya gagwe, o se ka wa timelela mo ditselaneng tsa gagwe. Gonne o digile batho ba le bantsi ba ntshitswe dintho; ee, ba ba bolailweng ke ene ke bontsi jo bogolo. Ntlo ya gagwe ke tsela e e yang Bobipong, e fologela mo matsatseng a loso.

Proverbs 11:6

Tshiamo ya bathokgami e tlaa ba golola, mme ba ba dirang ka bonongwane ba tlaa tshwarelwa mo bosenying jwa bone fela.

Proverbs 22:14

Molomo wa mosadi wa seeng fela ke molete o o boteng; yo Jehofa o mo ilang o tlaa wela mo go one.

Proverbs 23:27-28

Gonne mosadi yo o seaka ke mosele o o boteng; le mosadi yo e leng o sele ke longope lo lo pitlaganyeng. Ee, o tle a lalele jaaka senokwane, mme a ntsifatse ba ba bonongwane mo bathong.

Proverbs 29:3

Motho yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe, mme yo o tsalanang le basadi ba diaka o senya thoto ya gagwe.

Proverbs 30:20

Tsela ya mosadi wa seaka e ntse jalo; o tle a je, mme a iphimole molomo a re: “Ga ke a dira boikepo bope.”

Ecclesiastes 7:26

Ke fitlhela sengwe se se galakang bogolo go loso, e bong mosadi yo pelo ya gagwe e leng diru le ditloa, yo diatla tsa gagwe di ntseng jaaka dikgole; mongwe le mongwe yo o kgatlhang Modimo o tlaa falola mo go ene; mme moleofi o tlaa tshwarwa ke ene.

Isaiah 1:21

Ana motse o o boikanngo o fetogile o ntse seaka jang! Ona o o nong o tletse katlholo! Tshiamo e ne e ntse mo go one, mme jaanong go na le babolai ba batho fela.

Isaiah 57:3

“Atamelang kwano lona bomorwa mosadi yo o moloi, lona losika lwa mosadi wa seotswa le wa seaka.

Jeremiah 3:1-3

“Go tle go twe: “ ‘Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe, mme mosadi a tswa mo go ene, a ya a nna mosadi wa monna o sele, a monna o ka ba a boela mo go ene?’ Lefatshe leo a ga le ketla le leswefala thata? Mme wena o dirile boaka le dinyatsi di le dintsi; le fa go ntse jalo, a wa re o boela mo go nna?” go bua Jehofa. “Tsholeletsa matlho kwa dithoteng tse di loforotlho, mme o bone; kwa go se kang ga lalwa nao gone ke kae? O ba duletse fa ditseleng, jaaka Moarabia mo gareng ga naga; mme o leswefaditse lefatshe ka maakafalo a gago, le ka boikepo jwa gago. Ke gone ka moo dipula tsa medupe di kganetsweng, go bile go ise go ko go ne pula ya kgogolamoko; le fa go ntse jalo o ne o na le phatla ya seaka, wa gana go tlhajwa ke ditlhong.

Jeremiah 3:6-8

Gape Jehofa o ne a nthaya mo metlheng ya kgosi Josia, a re: “A o bonye se Iseraele mosadi wa motenegi o se dirileng? O palametse kwa thabeng nngwe le nngwe e e godileng, o ile fa tlase ka setlhare sengwe le sengwe se setala, mme o akafaletse teng. E rile a sena go dira dilo tsotlhe tse, ka re: ‘O tlaa boela mo go nna,’ mme ga a ka a bowa; mme mogolowe mosadi wa molotsana, e bong Juta o ne a go bona. Ka bona jaaka e rile ke sena go tlhala Iseraele wa motenegi, le go mo naya lokwalo lwa tlhalo, fela ka ntlha ya go bo a dirile boaka, le fa go ntse jalo mogolowe wa molotsana, e bong Juta ga a ka a boifa; mme le ene a ya a akafala.

Jeremiah 3:20

Ruri jaaka mosadi a tle a kgaogane le monna wa gagwe ka bolotsana, le lona lo ntiretse ka bolotsana, lona ba ntlo ya Iseraele,” go bua Jehofa.

Jeremiah 5:7-8

“Ke ka go itshwarela jang? Bana ba gago ba ntatlhile, ba ikanne ka yone e e seng medimo epe; e rile ke sena go ba fa dijo ka botlalo, ba ya ba dira boaka, ba phuthega ka masomo mo matlong a diaka. Ba ne ba ntse jaaka dipitse tse di otlwang tse di kgarakgatshegang, mongwe le mongwe a kgwankgwanyegela mosadi wa mongwe ka ene.

Jeremiah 7:9

A lo tlaa utswa, lo bolaya batho, lo dira boaka, lo ikana ka maaka, lo fisetsa Baale maswalo, lo sala medimo e sele morago e lo sa e itseng,

Jeremiah 13:27

Ke bonye makgapha a gago, e bong dikgokafalo tsa gago, le dikgwankgwanyego tsa gago, boatla jwa boaka jwa gago, mo dithoteng mo nageng; a bo go latlhega wena Jerusalema! O gana go ntlafadiwa; e tlaa nama e nna goleele go le kaye?”

Jeremiah 23:14

Le mo baperofeting ba Jerusalema ke bonye selo se se tsitlisang marapo; ba a akafala, ba sepela ka maaka, ba thatafatsa diatla tsa badira bosula, mme go bo go se ope yo o boang mo boikepong jwa gagwe: botlhe fela ba fetogile, ba ntse jaaka Sotoma mo go nna, le banni ba teng ba ntse jaaka Gomora.”

Jeremiah 29:23

Gonne ba dirile bosilo mo Iseraele, ba dirile boaka le basadi ba bangwe ka bone, ba buile ka leina la me ka tsietso, ba bua mafoko a ke se kang ka a ba laolela; e bile ke nna ke itseng, ke bile ke mosupi,’ ” go bua Jehofa.

Lamentations 5:11

Ba beteletse basadi mo Sione, le barweetsana mo metseng ya Juta.

Ezekiel 16:15-17

“O ne wa ikanya bontle jwa gago, wa dira boaka ka ntlha ya tumedi ya gago, wa thela maakafalo a gago mo go mongwe le mongwe yo o fetang; ya nna a gagwe. Wa tsaya diaparo tsa gago, wa itirela mafelo a a tlotlometseng a a kgabisitsweng ka mebala mengwe le mengwe, wa dira boaka mo go one. Dilo tse di ntseng jalo ga di ketla di tla, le gone ga go ketla go nna jalo. Le gone wa tsaya dilwana tsa gago tse dintle tsa gouta ya me, le tsa selefera sa me, tse ke ne ke di go neile, wa itirela ditshwantsho tsa senna, mme wa dira boaka natso.

Ezekiel 16:20-22

“Gape o bile o tshotse bomorwao le bomorwadio ba o ba bonyeng le nna, bao o ba bolaetse ditshwantsho tseo go tla ba jewa. A boaka jwa gago e ne e le sengwe se sebotlana, fa e bo ne ne o bolaile bana ba me, wa ba neelela fela, ka o ba ralaleditse ditshwantsho molelo? Mo go tse di makgapha tsotlhe tsa gago, le mo boakeng jotlhe jwa gago, ga o ise o ke o gakologelwe metlha ya borweetsana jwa gago, jale ka o ne o sa ikatega o le loforotlho, o bidikama mo mading a gago.”

Ezekiel 16:25-29

O agile felo ga gago fa go goletsegileng fa dipaeng tsa ditsela, mme bontle jwa gago o bo kgaphafaditse, o ikakanegetse mongwe le mongwe yo o fetang, o totisitse boaka jwa gago. O bile o dirile boaka le Baegepeto, bang ka wena, ba ba nama e kgolo; o totisitse boaka jwa gago go ntlhotlheletsa bogaleng. “Ke gone bona, ke go otlololetse seatla, ke ngotlile dijo tsa gago tsa gale, ke go neetse mo go rateng ga bone ba ba go ilang, e bong bomorwadia Bafilisitia, ba ba tlhajwang ke ditlhong ka mokgwa wa gago wa botlhodi. “O bile o dirile boaka le Baasiria, ka o ne o se na bokgonego; ee, o dirile boaka nabo, le fa go ntse jalo o se ka wa kgonega. Gape o totisitse boaka jwa gago mo lefatsheng la Kanana, go ya kwa Kalatea; le fa go ntse jalo wa se ka wa kgonega ka moo.

Ezekiel 16:30-34

“Ana pelo ya gago e motlhofo jang,” go bua Morena Modimo, “ka e le fa o dira tsotlhe tse, e le tiro ya mosadi wa seaka yo o boitaolo bogolo; ka o aga ntlwana ya gago e e goletsegileng dibaeng tsa ditsela tsotlhe, o dira felo ga gago fa go goletsegileng mo mebileng yotlhe; o ntse o sa nna jaaka seaka, ka go bo o nyatsa tuelo. A mosadi yo o dirang boaka a na le monna wa gagwe! Yo o tsholang baeng mo boemong jwa monna wa gagwe! Batho ba tle ba neye basadi botlhe ba diaka dineo; wena o naya dinyatsi tsotlhe tsa gago dineo; o ba oka ka dineo, gore ba tle mo go wena ka ntlha tsotlhe, ka boaka jwa gago. Wena o farologanye le basadi ba bangwe mo go akafaleng ga gago, ka o se ke o latelwa ke ope a ya go dira boaka nao; mme e re ka o ntsha tuelo, mme o se ke o newa tuelo, ka re, o farologanye le basadi ba bangwe.”

Ezekiel 16:35-38

“Ke gone, wena seaka, utlwa lefoko la Jehofa: “Morena Modimo o bua jaana a re: Ka ntlha ya go bo bomaswe jwa gago bo tshologile, le bosaikategang jwa gago bo senotswe ka boaka jwa gago le dinyatsi tsa gago; le ka ntlha ya medimo ya disetwa ya tsotlhe tsa gago tse di makgapha, le ka ntlha ya madi a bana ba gago ba o di ba neileng; ke gone bona, ke tlaa phutha dinyatsi tsotlhe tsa gago, tse o jeleng monate natso, le botlhe ba o ba ratileng, ba na le botlhe ba o ba idileng; ke tlaa ba go phuthela fela ka ntlha tsotlhe, mme ke tlaa ba senolela bosaikategang jwa gago, gore ba tle ba bone bosaikategang jotlhe jwa gago. Ke tlaa go sekisa jaaka go tle go sikisiwe basadi ba ba senyang nyalo le ba ba tshololang madi; ke tlaa lere mo go wena madi a tšararego le lefufa.

Ezekiel 16:41-43

Ba tlaa fisa matlo a gago ka molelo, ba tlaa go direla ditshekiso mo ponong ya basadi ba le bantsi; mme ke tlaa go khutlisa mo go tlholeng o dira boaka, le gone ga o ketla o tlhola o ntsha dituelo. Jalo ke tlaa kgorisa tšararego ya me mo go wena, lefufa la me le tlaa ntlogela, ke tlaa iketla, mme ga nketla ke tlhola ke nna bogale. E re ka o se ka wa gakologelwa metlha ya borweetsana jwa gago, mme o ntshwentse mo dilong tsotlhe tse; ka re, bona, le nna ke tlaa lere mokgwa wa gago mo tlhogong ya gago, go bua Morena Modimo, ga o ketla o dira botlhodi joo mo go godimo ga makgapha otlhe a gago.”

Ezekiel 22:9-11

Bapateletsi ba ntse ba nnetse mo go wena go tsholola madi; ba jetse mo dithabeng ba le mo go wena; ba dirile dilo tsa botlhodi ba le mo gare ga gago. Ba senotse bosaikategang jwa borraabo ba le mo go wena; ba katisitse mosadi yo o itshekologileng ka medibela, ba le mo go wena. Mongwe o dirile boatla le mosadi wa mongwe ka ene; yo mongwe o dirile botlhodi ka go senya ngwetsi wa gagwe; yo mongwe a le mo go wena o katisitse kgaitsadie, morwadia rraagwe, a le mo go wena.

Ezekiel 23:1-21

Lefoko la ga Jehofa la ba la tla mo go nna, la re: “Morwa motho, go kile ga ne go le basadi ba le babedi, bana ba mosadi a le mongwe fela. Ba dira boaka kwa Egepeto; ba dira boaka mo borweetsaneng jwa bone. Mabele a bone a ne a papielwa gone, mme ba apaapa ditlhoko tsa bokgarebana jwa bone gone. Leina la yo mogolwane e ne e le Ohola, monnawe e le Oholiba; mme ba tla ba nna ba me, ba belega bana ba basimane le ba basetsana. Mme ka ga maina a bone, Samaria ke Ohola, Jerusalema ke Oholiba. “Ohola a akafala a sa ntse a le wa me; mme a rata dinyatsi tsa gagwe thata, e bong Baasiria ba o ne a bapile nabo. Ba ba apereng bobududu, balaodi le balaodisiwa, botlhe e le makolwane a a eletsegang, bapalami ba ba palamang dipitse. A ineela mo go bone ka maakafalo a gagwe, banna e le ba ba tlhaotsweng ba Asiria botlhe fela; bangwe le bangwe ba o ba ratang thata o ne a itshekolola ka medimo ya disetwa ya bone yotlhe fela. Mme e sa le ka metlha ya Egepeto ga a ise a ke a kgaogane le boaka jwa gagwe; gonne e rile mo borweetsaneng jwa gagwe ba robala nae, ba apaapa ditlhoko tsa bokgarebana jwa gagwe, ba goromeletsa boaka jwa bone mo go ene. Ke gone ka moo ka mo tsenya mo seatleng sa dinyatsi tsa gagwe, e bong mo seatleng sa Baasiria, ba o ba ratileng thata. Bao ba senola bosaikategang jwa gagwe; ba gapa bana ba gagwe ba basimane le ba basetsana, mme ene ba mmolaya ka tšhaka, mme a nna setlhajwa difela mo basading, gonne ba ne ba dirafatsa ditshekiso mo go ene. “Oholiba monnawe a bona mo, mme le fa go ntse jalo a nna sebodu bogolo go ene mo dithatong tsa gagwe, le mo maakafalong a gagwe a a bileng a feta a ga mogoloe. A rata Baasiria thata, balaodi le balaodisiwa, ba ba bapileng nae, ba ba kgabileng ka matsabatsaba a magolo, e le bapalami ba ba palamang dipitse botlhe fela a le makolwane a a eletsegang. Ka bona fa a senyegile; ba tsaya tsela e le nngwe fela ka bobedi jwa bone. “Ene a totisa maakafalo a gagwe; gonne a bona ditshwano tsa banna ba tshwantshitswe mo lomoteng, ditshwantsho tsa Bakalatea di dirilwe ka bohibidu jo bo kganyang; ba tlamilwe ka meitlamo mo lothekeng, ba rwele ditlhoro tse di mebalabala mo ditlhogong, e le dikgosana botlhe fela fa motho a ba leba, ka fa tshwanong ya Babilone mo Kalatea, lefatshe la bone la botsalelo. Ya re a itlhoma a di bona fela a ba rata thata fela, mme a roma barongwi kwa go bone kwa Kalatea. Bababilone ba tla kwa go ene mo bolaong jwa dithato, ba mo senya ka boaka jwa bone, mme a leswefala ka bone, mowa wa gagwe wa ba wa tenwa ke bone. Jalo a senola maakafalo a gagwe, a itshenola bosaikategang jwa gagwe. Foo mowa wa me wa tenwa ke ene jaaka mowa wa me o ne o tennwe ke mogolowe. Le fa go ntse jalo a ntsifatsa maakafalo a gagwe fela, a ntse a gakologetswe metlha ya borweetsana jwa gagwe, jale jaaka a akafala mo lefatsheng la Egepeto. A rata dinyatsi tsa bone thata, ba nama ya bone e ntseng jaaka ya diesela, ba motlhapo wa bone o ntseng jaaka motlhapo wa dipitse. Jalo o ne wa ikgopodisa botlhodi jwa borweetsana jwa gago, ka Baegepeto ba apaapa ditlhoko tsa gago, ka mabele a gago e sa ntse e le a borweetsana jwa gago.”

Ezekiel 23:27-30

Ke tlaa khutlisa botlhodi jwa gago mo go wena, le boakafalo jwa gago jo bo tswang lefatsheng la Egepeto; mme ga o ketla o ba tsholeletsa matlho, le fa e le go tlhola o gakologelwa Egepeto gope.” Gonne Morena Modimo o bua jaana, a re: “Bona, ke tlaa go tsenya mo seatleng sa ba o ba tlhoileng, mo seatleng sa ba ba tenneng mowa wa gago. Ba tlaa go direla ka kilo, ba tlaa tlosa gotlhe mo o go dirileng, ba tlaa go tlogela o sa ikatega o le loforotlho fela; mme bosaikategang jwa maakafalo a gago bo tlaa senolwa, e bong botlhodi jwa gago le maakafalo a gago. Dilo tse o tlaa di direlwa, ka o ne o akafalela ba ditšhaba, le ka gonne o leswefaditswe ke medimo ya bone ya disetwa.

Ezekiel 23:35-39

Ke gone Morena Modimo o bua jaana a re: “E re ka o ntebetse, o ntatlhetse ka kwa motlhaneng ga gago, ka re, le wena belega botlhodi jwa gago le maakafalo a gago.” Gape Jehofa a nthaya a re: “Morwa motho, a o tlaa atlhola Ohola le Oholiba? Fa e le jalo o ba kakanyetse tse di makgapha tsa bone. Gonne ba dirile boaka, go bile go na le madi mo diatleng tsa bone, gape ba dirile boaka le medimo ya bone ya disetwa; mme le bana ba bone, ba ba ba bonyeng le nna, ba ba ralaleditse molelo gore ba bolawe. Gape ba ntiretse selo se; ba itshekolotse felo ga me ga boitshepo, ka tsatsi le le lengwe fela, ba bile ba tlhapaditse bosabata ba me. Gonne e rile ba sena go bolaela medimo ya bone ya disetwa bana ba bone, foo ba tla ka tsatsi leo fela mo felong ga me ga boitshepo, ba tla go go tlhapatsa; mme bonang, ba dirile jalo mo gare ga ntlo ya me.

Ezekiel 23:40-45

“Gape lo romile lwa ya go bitsa banna ba ba tswang kgakala, ba go romilweng morongwa kwa go bone, mme bonang ba tsile; ba o ne wa ba itlhapisetsa wa itshasa mo matlhong, wa itsabaketsa ka mekgabo; wa dula mo bolaong jwa serena, lomati lwa bojelo lo lo baakantsweng lo le fa pele ga jone, lo o ne wa baya maswalo a me mo go lone, le lookwane lwa me. Mme go dumaduma ga bontsi jwa batho ba ba iketlileng ga bo go ntse nae; mme ga leriwe batagwi ba tswa kwa nageng, ba na le ba e leng batho fela; mme ba rwesa basadi bao boo babedi mefitshana mo mabogong, le dirwalo tse dintle mo ditlhogong. “Foo ga bua nna ka ga gagwe yo o leng mogologolo mo maakafalong, ka re: Jaanong ba tlaa dira boaka nae, le ene nabo. Ba tsena mo go ene, jaaka go tle go tsenwe kwa mosading wa seaka; ba tsena jalo kwa go Ohola le kwa go Oholiba, basadi ba ditlhodi. Banna ba ba siameng, ba tlaa ba sekisa ka tshekiso ya diaka, le ka tshekiso ya basadi ba ba tshololang madi, gonne ke diaka, e bile madi a batho a mo diatleng tsa bone.”

Ezekiel 23:48-49

Ke tlaa khutlisa botlhodi jwa bone jalo mo lefatsheng, gore basadi botlhe ba ithute, gore ba se ka ba dira ka fa botlhoding jwa lona. Ba tlaa lefetsa botlhodi jwa lona mo go lona; lo tlaa belega maleo a medimo ya lona ya disetwa, ditshwantsho tsa lona; mme lo tlaa itse fa ke le Morena Modimo.”

Hosea 1:2

E rile Jehofa a simolola go bua ka Hosea, a mo raya a re: “Ya o tseye mosadi wa seaka, le bana ba boaka; gonne lefatshe le dira boaka jo bogolo, ka go tlogela Jehofa.”

Hosea 2:2-5

“Rapelang mmaeno, lo mo rapele; gonne ga se mosadi wa me, le nna ga ke monna wa gagwe. A a tlose boaka jwa gagwe mo sefatlhogong sa gagwe, le dikgokafalo tsa gagwe gare ga mabele a gagwe. Nka tla ka mo tsodisetsa ruri, ka mmaya jaaka a ne a ntse mo tsatsing le o tsetsweng ka lone, mme ka mo dira jaaka naga fela, ka mmaya jaaka sekaka, mme ka mmolaya ka lenyora. Ee, ga nketla ke utlwela bana ba gagwe botlhoko; gonne ke bana ba boaka. Gonne mmaabo o akafetse; yo o ba imileng o dirile botlhabisa ditlhong; gonne o rile: ‘Ke tlaa latela barati ba me, ba ba nnayang dijo le metsi, le bobowa le leloba, le lookwane, le se se nowang.’

Hosea 4:2

“Ga go na sepe fa e se go ikana le go tlola maikano, go bolaya, le go utswa, le go dira boaka; ba tla ba phomele, mme madi a batho a tshwaraganye le madi.

Hosea 4:12-14

Batho ba me ba lopa kgakololo mo sesaneng sa bone, tsamma ya bone e ba kakanyetse; gonne mowa wa boaka o ba timeditse, mme ba akafetse ba dule mo Modimong wa bone. Ba isa ditlhabelo mo ditlhoreng tsa dithaba, ba fisa maswalo mo godimo ga makhubu, fa tlase ga maoka le mapopolara le materebintha, ka moriti wa tsone ditlhare tseo o le molemo; ke gone ka moo bomorwadia lona ba dirang boaka, le banyadwi ba lona ba gokafala. Ga nketla ke betsa bomorwadia lona mogang ba dirang boaka, le banyadwi ba lona mogang ba gokafalang; gonne bone ka bosi ba ya thoko mmogo le diaka, ba isa ditlhabelo mmogo le dipepe; mme batho ba ba sa tlhaloganyeng ba tlaa ribegediwa.

Hosea 5:3-4

Ke a ba itse ba Eferaime, le ba Iseraele ga ba a ntshubegela; gonne jaana, wena Eferaime, o dirile boaka, Iseraele o leswefetse.” Ditiro tsa bone ga di ketla di ba leseletsa go sokologela kwa modimong wa bone; gonne pelo ya boaka e mo teng ga bone, mme ga ba itse Jehofa.

Hosea 9:1

Wena Iseraele, o se ka wa itumela ka boitumelo, jaaka ba ditšhaba, gonne o dule mo Modimong wa gago wa ya boakeng, o ratile go thapiwa ka tuelo mo seboping sengwe le sengwe sa mabele.

Joel 3:3

Ba bile ba theletse batho ba me bola; ba ananya seaka ka mosimane, ba reka bojalwa jwa mofine ka ngwana wa mosetsana, gore ba nwe.

Nahum 3:4

ka ntlha ya bontsi jwa maakafalo a seaka se se otlilweng sentle, mong wa ditoo, yo o rekisang merafe ka maakafalo a gagwe, le ditshika ka ditoo tsa gagwe.

Malachi 2:14-16

Le fa go ntse jalo lo tle lo re: “Ka ntlha yang?” Ke ka go bo Jehofa o ne a le mosupi gare ga gago le mosadi wa bokau jwa gago, yo o mo diretseng ka bonongwane, le fa a le selekane sa gago, le mosadi wa kgolagano ya gago. A o ne a se ka a dira a le mongwe fela, le fa a ne a na le mo go setseng ga mowa? Mme e ne e le a le mongwe fela ka ntlha yang? O ne a batla losika lwa semodimo. Ke gone lo itise mo moweng wa ona, a go se nne ope yo o direlang mosadi wa bokau jwa gagwe ka bonongwane. “Gonne ke ila tlhalo,” go bua Jehofa Modimo wa Iseraele, “le ene yo o khurumetsang seaparo sa gagwe ka thubakanyo,” go bua Jehofa wa masomosomo; ke gone lo itise mo moweng, gore lo se dire ka bonongwane.

Malachi 3:5

“Ke tlaa atamela kwa go lona mo tshekisong; ke tlaa nna mosupi yo o bofefo wa go supa baloi, le bagokafadi, le ba ba ikanang ka maaka; le ba ba patikang mothapiwa mo tuelong ya gagwe, le mosadi wa motlholagadi, le masiela, le ba ba faposang moeng mo tshiamelong ya gagwe, mme ba sa mpoife,” go bua Jehofa wa masomosomo.

Matthew 5:27-28

“Lo utlwile fa go tulwe: ‘O se ka wa dira boaka.’ Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.

Matthew 5:32

Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme le fa e le mang yo o tlaa mo nyalang a sena go tlhalwa o dira boaka.

Matthew 15:19

Gonne mo pelong go tswa megopolo e e bosula, le dipolao, le dikgokafalo, le boaka, bogodu, le pateletso le dikgalo.

Matthew 19:9

Le nna ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, mme a nyala yo mongwe, o dira boaka; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o dira boaka.”

Matthew 26:41

Lebelelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”

Mark 7:21-23

Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao, le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo; dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng, mme di itshekolole motho.”

Mark 10:11-12

A ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o a mo akafalela; mme fa mosadi ka esi a tlhala monna wa gagwe, a nyalwa ke o sele, o dira boaka.”

Mark 10:19

Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, o se ka wa tsietsa, tlotla rraago le mmaago.’ ”

Luke 16:18

“Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o dira boaka; le yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe, le ene o dira boaka.

Luke 18:20

Ditaolo o a di itse, di a re: “ ‘O se ka wa dira boaka, o se ka wa bolaya motho, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, tlotla rraago le mmaago.’ ”

John 8:3-11

Mme bakwadi le Bafarisai ba tlisa mosadi yo o tshwerweng mo boakeng; ya re ba sena go mmaya fa gare, ba mo raya ba re: “Moruti, mosadi yo, o tshwerwe mo boakeng, fela mo go jone. Jaana Moše o re laotse mo molaong, gore re kgobotletse yo o ntseng jalo ka maje, mme wena wa reng ka ga gagwe?” Mo ba go bua go mo leka gore ba bone ka fa ba ka mo nayang molato ka gone. Mme Jesu a inama, a kwala ka monwana mo mmung. Mme ya re ka ba fela ba ntse ba mmotsa, a inamologa, a ba raya a re: “Yo o se nang boleo mo go lona, a a mo kolope ka lentswe pele.” A ba a inama gape a kwala ka monwana mo mmung. Mme bone, ya re ba sena go utlwa jalo, ba tswa ka monokela, go simolola ka yo mogolo, go ya kwa go wa bofelo; mme Jesu a tlogelwa a le esi, le mosadi a ntse fa o neng a ntse teng fa gare. Jesu a inamologa a mo raya a re: “Mosadi, ba kae? A ga o a ka wa sekisiwa ke ope?” A re: “Ga go ope, Morena.” Jesu a re: “Le nna ga ke go sekise; tsamaya fela, mme o se ka wa tlhola o leofa.”

Acts 15:20

mme a re ba kwaleleng, gore ba ithibe mo go tse di leswefatsang tsa medimo ya disetwa, le mo boakeng, le mo go se se betilweng, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng.

Acts 15:29

e bong gore lo ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo dilong tse di betilweng, le mo boakeng; tse e tlaa reng fa lo ithibile mo go tsone, go bo go tlaa nna molemo mo go lona. Dumelang.”

Acts 21:25

Mme ka ga Baditšhaba ba ba dumetseng, re kile ra kwala, ra atlhola gore ba ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo se se betilweng, le mo boakeng.”

Romans 1:24-27

Ke gone ka moo, Modimo o ba lesitseng ba ineela mo masweng, ka fa dithatong tsa pelo tsa bone, ba ba ba tla ba tlotlololana mebele ya bone ka boatla. Ka ba anantse boammaaruri jwa Modimo ka maaka, ba obamela se se bopilweng, ba se direla bogolo go Mmopi yo o bakwang ka bosaengkae. Amen. Ke gone ka moo, Modimo o ba leseleditseng ba ineela mo dithatong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetola o e seng wa tlholego. Fela jalo banna le bone ba khutlela mosadi go tlhola ba dira ka ene jaaka mokgwa wa tlholego, mme ba gakalelane mo dikgatlhegong tsa bone, banna ba dira le banna ba bangwe mo go tlhabisang ditlhong, ba iponela mo go bone tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone.

Romans 1:28-29

Fela jaaka ba ganne ba re, a Modimo o se nne mo kitsong ya bone, Modimo o ba lesitse ba ineela pelo e e manyelo fela, ba dira dilo tse di sa tshwanelang: Ba tlala tshiamololo yotlhe, le boikepo, le boiphetlho, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshetlha, le polao, le kgang, le tsietso, le pateletso.

Romans 1:32

Ba, le fa ba itse molao wa Modimo o o reng, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanetse go swa, ba bo ba ntse ba di dira fela, le gone ba dumalane le ba ba di dirang.

Romans 6:12-13

Ke gone, a boleo bo se laole mo mmeleng wa lona o o nang le go swa, go ba lo tla lwa utlwa dithato tsa lone; le gone lo se ka lwa neela boleo ditokololo tsa lona go nna dilo tse di dirang tshiamololo; mme lo ineele mo Modimong, lo le batshedi ba lo duleng mo baswing, le ditokololo tsa lona, gore e nne dilo tse di dirang tshiamo mo Modimong.

Romans 6:19

Ke bua ka fa mokgweng wa batho, ka ntlha ya thetelelo ya nama ya lona, gonne jaaka lo kile lwa ntsha ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba leswe, le ba boikepo jo bo isang boikepong; go ntse jalo gompieno, ntshang ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba tshiamo e e isang boitshepisong.

Romans 7:3-5

Jalo, fa a nyalwa ke monna o sele, monna wa gagwe a sa ntse a tshedile, o tlaa bidiwa moakafadi; mme fa monna a sule, o golotswe mo molaong; mme le fa a nyalwa ke monna o sele o a ba a se moakafadi. Ke gone, bagaetsho, le lona lo kile lwa dirwa baswi ka ga molao, ka mmele wa ga Keresete; e le gore lo tle lo nyalwe ke o sele, e bong ke ene yo o tsositsweng mo losong, gore re tle re ungwele Modimo. Gonne e rile re le mo nameng, dithato tsa boleo, tse di neng di ntse ka molao, tsa dira mo ditokololong tsa rona go ungwela loso.

Romans 7:23

mme ke fitlhela molao o sele mo ditokololong tsa me, o o tlhabanang le molao wa pelo ya me, mme o ntsenya mo kgolegong ya molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.

Romans 8:1-8

Ke gone jaanong go se nang tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu. Gonne molao wa Mowa wa botshelo mo go Keresete Jesu, o nkgolotse mo molaong wa boleo le wa loso. Gonne se molao o ne o retelelwa ke go se dira, ka gobo o le bokoa ka fa nameng, Modimo wa sekisa boleo mo nameng ka go roma Morwa wa one a le mo tshwanong ya nama e e leofang, a bile a le setlhabelelo sa boleo; gore se molao o se lopang se tle se dirafale mo go rona, ba re sa tsamayeng ka fa nameng, mme e le ka fa Moweng. Gonne ba ba leng ka fa nameng ba tlhokometse dilo tsa nama; mme ba ba ka fa Moweng ba tlhokometse dilo tsa Mowa. Gonne maikutlo a nama ke loso, mme maikutlo a Mowa ke botshelo le kagiso; ka maikutlo a nama e le go nna bobaba le Modimo; gonne ga a laolwe ke molao wa Modimo, le gone go bo go sa ka ke ga nna jalo. Ba ba mo nameng ga ba ka ke ba kgatlha Modimo.

Romans 8:12-13

Jalo bakaulengwe, re golegilwe, e seng ke nama, e se gore re tshele ka fa nameng; gonne fa lo tshela ka fa nameng, lo na le go swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka Mowa, lo tlaa tshela.

Romans 12:1

Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng.

Romans 13:9

Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.”

Romans 13:13-14

A re sepeleng ka tshiamo, jaaka mo motshegareng; e seng mo tlhapelong, le mo go tagweng, e seng mo boakeng le mo bofaweng, e seng mo kgannyeng le mo lefufeng. Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.

1 Corinthians 5:1

Ntla, go bile go bolelwa ka ga lona fa go na le boaka mo go lona, e bile e le boaka jo bo seyong le fa e le mo go Baditšhaba, jaaka go twe mongwe wa lona o na le mosadi wa ga rraagwe.

1 Corinthians 5:9-13

Ke lo kwaletse mo lokwalong lwa me ka re, lo se ka lwa nna le bokopano le baakafadi; ka bo ke sa reye baakafadi ba lefatshe fela, le fa e le baiphetlhi le baikgagapeledi, le fa e le baobamedi ba medimo ya disetwa; gonne jalo e tlaa bo e le gore lo tswe mo lefatsheng. Mme gompieno ke lo kwalela gore e tle e re fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le moakafadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re yo o ntseng jalo, nnyaa, lo se ka lwa tlwaelana nae le fa e le go ja nae. Gonne ke dirang ka go sekisa ba ba kwa ntle? A ga lo sekise ba ba mo teng? E tswa ba ba kwa ntle bone Modimo o a ba sekisa. Tlosang motho yo o bosula mo gare ga lona.

1 Corinthians 6:9-11

Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.

1 Corinthians 6:13

Dijo ke tsa mpa, le mpa ke ya dijo; mme Modimo o tlaa nyeletsa yone le tsone. Mmele ga o a direlwa boaka, mme ke wa Morena; mme Morena ke wa mmele.

1 Corinthians 6:15-18

A ga lo itse fa mebele ya lona e le ditokololo tsa ga Keresete? Mme a ke ka tlosa ditokololo tsa ga Keresete, ka di ntsha ditokololo tsa seaka? A go se nne jalo. Kgotsa a ga lo itse fa yo o ikopantseng le seaka a le mmele mongwe fela naso? Gonne a re: “Bobedi bo tlaa nna nama e le nngwe fela.” Mme yo o ikopantseng le Morena o mowa mongwe fela. Tshabang boaka. Boleo jotlhe jo motho o bo dirang bo kwa ntle ga mmele; yo o dirang boaka o leofela mmele wa gagwe.

1 Corinthians 7:1-5

Jaana ka ga dilo tse lo kwadileng ka ga tsone; go molemo mo monneng gore a se ka a ama mosadi. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maakafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe. A monna a neele mosadi tshwanelo ya gagwe; mosadi le ene a direle monna jalo. Mosadi ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se monna fela; go ntse jalo, monna ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se mosadi fela. Lo se ka lwa ikgogonelana, fa e se ka go dumalana ka sebaka, gore lo tle lo ineele mo thapelong, lo itse go ba lo kopana gape, gore Satane a se bone kgoro ya go lo raela ka go retelelwa ga lona ke go itshoka.

1 Corinthians 7:9

Mme fa ba retelel wa ke go itshoka, a ba nyale; gonne go molemo go nyala bogolo go go babalelwa.

1 Corinthians 7:36

Fa motho mongwe a gopola gore o direla ngwana wa gagwe wa kgarebane ka fa go sa tshwanelang, fa a tlodilwe ke lobaka lwa gagwe lwa go nyalwa; mme fa go tshwanetse jalo, a a dire ka fa o ratang ka teng; ga a leofe; a ba nyalane.

1 Corinthians 10:8

Le gone a re se direng boaka, jaaka bangwe ba bone ba kile ba dira, mme ba swa ka letsatsi le le lengwe fela, ba le 23 000.

1 Corinthians 10:12-13

Ke gone yo o gopolang gore o eme, a itise gore a se ka a wa. Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela.

2 Corinthians 5:10

Gonne rotlhe re na le go bonadiwa fa pele ga senno sa tshekelo sa ga Keresete, gore mongwe le mongwe a amogele dilo tse di dirilweng mo mmeleng, ka fa o dirileng ka teng, gongwe e le molemo, gongwe e le bosula.

2 Corinthians 7:1

Baratwa, e re ka re na le dipolelo tse tsa tsholofetso, a re itshekiseng mo maitshekologong otlhe, a nama le a mowa, re itekaneditse boitshepo mo go boifeng Modimo.

2 Corinthians 12:21

ka re, e tle e re kgotsa fa ke fitlha gape, Modimo wa me wa nkokobetsa fa pele ga lona, mme ka lelela ba le bantsi ba bone ba ba leofileng gale, ba se ka ba ikwatlhaela bomaswe, le boaka, le bopepe, bo ba di dirileng.

Galatians 5:16-21

Ka re, sepelang ka Mowa, mme ga lo ketla lo dirafatsa thato ya nama. Gonne dithato tsa nama di tlhabana le Mowa, le Mowa o tlhabana le nama; gonne dilo tse di a tlhabana; e le gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang fela. Fa lo gogwa ke Mowa, lo bo lo se fa tlase ga molao. Jaana ditiro tsa nama di a bonala, tse e leng boaka le bomaswe, le bopepe, le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo; ke lo tlhagisa ka ga tsone, fela jaaka nkile ka lo tlhagisa, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.

Galatians 5:24

Mme ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama, le dikgotelo le dithato tsa yone.

Galatians 6:7-8

Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.

Ephesians 2:3

Le rona rotlhe re kile ra tshela nabo mo dithatong tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama le tsa megopolo, mme mo tlholegong ya rona re le bana ba re tshwanetseng bogale, fela jaaka ba bangwe.

Ephesians 4:19

ba e reng ka ba fegetswe ke maikutlo, boo ba ineela mo bopepeng, go dira maswe otlhe ka bopelotshetlha.

Ephesians 5:3-5

Mme boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi; le fa e le matlhapa, le fa e le puo ya dinyana, le fa e le dinyao, tse e leng dilo tse di sa tshwanelang; mme bogolo go ntshiwe malebogo. Gonne mo lo a itse ka tlhomamo, fa go se seaka, le fa e le motho yo o maswe, le fa e le moiphetlhi, yo e leng moobamedi wa medimo ya disetwa, yo o ka nnang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo.

Colossians 3:5

Ke gone, bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa;

1 Thessalonians 4:3-5

Gonne mo ke go rata ga Modimo, e bong boitshepiso jwa lona, ke gore, lo ithibe mo boakeng; gore mongwe le mongwe wa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nne mo boitshepong le mo tlotlong. E seng mo dithatong tse di maswe, fela jaaka Baditšhaba ba ba sa itseng Modimo.

1 Thessalonians 4:7-8

Gonne Modimo ga o a re biletsa bomaswe; o re bileditse mo boitshepisong fela. Ke gone yo o ganang, ga a gane motho, fa e se Modimo, o o lo nayang Mowa wa one o o Boitshepo.

1 Timothy 1:9-10

a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho, le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng;

2 Timothy 2:22

O tshabe dithato tsa bokau, o latele tshiamo, le tumelo, le lorato, le kagiso, o na le ba ba bitsang Morena ka pelo e e itshekileng.

2 Timothy 3:2-6

Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo. Gonne ba ga bone bao ke ba ba kukunelang mo matlong, ba ya go gapa basadi ba dieleele ba ba tletseng dibe, ba gogwa ke dithato dingwe le dingwe,

Titus 2:12

E re ruta gore e tle e re re ntse re ikgaogantse le boikepo, le dithato tsa lefatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo, mo motlheng wa gompieno;

Hebrews 12:16

gore e se re kgotsa go bo go le mogokafadi, le fa e le motho yo o tlhapatsang, jaaka Esau, yo o lesitseng botsalwapele jwa gagwe jwa rekwa ka sejonyana se se kgorwang gangwe fela.

Hebrews 13:4

A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.

James 1:12-15

Go sego motho yo o itshokelang diteko; gonne o tlaa re a sena go lekwa a lebogwe, a bone serwalo sa botshelo, se Morena o se solofeditseng ba ba mo ratang. Motho ope a se ka a re a raelwa a re: “Ke raelwa ke Modimo,” gonne Modimo ga o ka ke wa raelwa wa dira bosula, le one ka osi ga o raele motho ope. Motho mongwe le mongwe o a raelwa fa a faposiwa ke e e leng thato ya gagwe, mme a fepisiwa. Foo thato, e re e sena go emera, e tsale boleo; mme boleo jo, bo re bo sena go gola, bo tsale loso.

James 4:3-4

Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona. Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.

1 Peter 1:14

Lo nne jaaka bana ba ba utlwang, lo sa ipope ka fa dithatong tsa lona tsa gale, tsa motlha wa go tlhoka go itse ga lona.

1 Peter 2:11

Bagaetsho, ke a lo rapela jaaka bajaki ba baeti, ka re, lo ithibe mo dithatong tsa senama tse di tlhabanang le mowa wa motho;

1 Peter 4:1-3

Ke gone, e re ka Keresete a kile a boga botlhoko mo nameng, le lona lo tlhomele one mogopolo oo; gonne yo o bogileng botlhoko mo nameng o baketse boleo; gore e tle e re mo lobakeng lo lo setseng lwa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelela dithato tsa batho, fa e se go rata ga Modimo fela. Gonne lobaka lo lo fetileng lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye lwa go dira keletso ya Baditšhaba, le lwa go tsamaya mo bopepeng le mo dithatong le mo go nweng bojalwa, le mo ditlhapelong, le mo ditagong, le mo ditirelong tse di makgapha tsa medimo ya disetwa;

2 Peter 2:4-10

Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele jale mo lobakeng lo ba leofileng ka lone, mme wa ba latlhela mo moleteng, wa ba tswalela mo meleteng e e lefifi, go tla ba letisiwa motlha wa tshekiso; mme wa se ka wa rekegela lefatshe la bogologolo, jale ka o tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi, mme wa boloka Noa, a le moreri wa tshiamo, a na le ba bangwe ba supa. Gape e rile o fetola metse ya Sotoma le Gomora molora, wa e sekisa ka thibegetso ya tshenyego, wa ba dira sekao sa ba ba tlaa tshelang mo boikepong; mme wa golola mosiami Lote, a le mo pitlaganong e e botlhoko ka go tshela ga baikepi bao mo bopepeng. Gonne mosiami yo, ka a ne a agile mo go bone, mowa wa gagwe o o siameng wa nna wa tshwenyega ka go bona le go utlwa, ka malatsi otlhe, ditiro tsa bone tsa boiphefero mo molaong. Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mopetsong, go tle go tsamaye letsatsi la tshekiso le be le ba fitlhele. Mme bogolo bone ba ba tsamayang ka fa nameng mo thatong e e leswefatsang, mme ba nyatse taolo. E le ba ba pelokgale, le ba ba bogoma, ba sa boife go kgala ba ba tlotlegang;

2 Peter 2:14

Ba na le matlho a a tletseng boaka, le a a sa ka keng a bakela boleo; ba fepise mewa e e akgaakgegang; ba na le pelo e e tlwaetseng boiphetlho; ke bana ba ba hutsegileng.

2 Peter 2:18

Gonne ka ba bua namane e tona ya mafoko a boithamako, ba fepise bone ba e leng gone ba falolang mo go ba ba tshelang mo timelong, ba ba fepise ka dithato tsa nama ka boaka.

2 Peter 3:3

Lo ntse lo itse mo pele, gore mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone.

1 John 2:16-17

Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo, ga se ga Rara, ke ga lefatshe. Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.

Jude 1:4

Gonne go na le batho bangwe ba ba kukunetseng mo teng, e bong ba ba baakanyeditsweng tshekiso e, gale bogologolo; e le batho ba ba sa reng Modimo sepe, ba fetola tshegofatso ya Modimo wa rona bopepe, ba itatola yo e leng ene Mong wa rona le Morena wa rona yo o esi, e bong Jesu Keresete.

Jude 1:6-8

Le baengele ba ba se kang ba tshegetsa boemo jwa bone, mme ba tlogela jo e leng bonno jwa bone, o ba letisitse letsatsi le legolo la tsheko, ba le mo dikgolegong tse di sa hunololweng ka bosakhutleng, ba le kwa tlase ga lefifi. Fela jaaka metse ya Sotoma le Gomora, le metse e e neng e le mo tikologong ya yone, ka e ile ya etsa bone bao, ya ineela mo kgokafalong, ya latela mokgwa wa nama e sele, e beilwe sekao ka go bediwa ka molelo o o sa khutleng. Le fa go ntse jalo, le bone ba, ba ntse jalo mo go loreng ga bone, ba leswefatsa nama, ba nyatsa puso, ba kgala batlotlegi.

Revelation 2:14

Go na le dilo dingwenyana tse ke di go nyaletsang, ka o na le bangwe koo ba ba dumelang thuto ya ga Balaame, yo o ne a ruta Balake go baya sekgopiso fa pele ga bana ba Iseraele, gore ba je dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le go dira kgokafalo.

Revelation 2:20-22

Mme ke go nyaletsa selo se, gore o leseletsa mosadi yo go tweng Jesebele, yo o ipitsang moperofeti wa sesadi; o a ruta, o fepisetsa batlhanka ba me mo kgokafalong, le mo go jeng dilo tse di iseditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo. Mme ka mo naya lobaka gore a ikwatlhaye; mme ga a rate go ikwatlhaela kgokafalo ya gagwe. Bona, ene ke mo latlhela mo bolaong, le ba ba dirang boaka nae, mo pitlaganong e kgolo, fa ba sa ikwatlhaele ditiro tsa bone.

Revelation 9:21

Le gone ga ba a ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone, le fa e le boloi jwa bone, le fa e le kgokafalo ya bone, le fa e le bogodu jwa bone.

Revelation 14:8

Mme moengele yo mongwe, e le wa bobedi, a tla morago ga yoo, a re: “Babilone yo mogolo o ole, o ole, o o dirileng gore merafe yotlhe e nosiwe bojalwa jwa bogale jo bo tsositsweng ke kgokafalo ya gagwe.”

Revelation 17:1-2

Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba tshotseng megotšana e supa, a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go supetsa tshekiso ya seaka se segolo se se dutseng mo metsing a mantsi; se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba ne ba tagisiwa ke bojalwa jwa kgokafalo ya sone.”

Revelation 18:3

Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe.”

Revelation 18:9

Le dikgosi tsa lefatshe tse di gokafetseng nae, tsa ba tsa hoahoega nae, di tlaa lela, di mo lelelela godimo, mogang di bonang mosi wa go ša ga gagwe,

Revelation 19:2

Gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri le tshiamo; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kileng sa bodisa lefatshe ka kgokafalo ya sone, mme o lefeditse madi a batlhanka ba one mo seatleng sa sone.”

Revelation 21:8

Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net