24 – Lelapa
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Lelapa.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Lelapa.
Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.
”Ke gone ka moo, monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo e tlaa nna nama e le nngwe fela. Bosaitsiweng jo, bo bogolo, mme ke bua ka ga Keresete le ka ga phuthego. Le fa go ntse jalo le lona a mongwe le mongwe wa lona a rate mosadi wa gagwe fela jaaka a ithata, le mosadi a ipone, gore a tlotle monna wa gagwe.
”Bana, utlwang batsadi ba lona mo Moreneng, gonne mo, go siame. Tlotla rraago le mmaago – e e leng yone taolo ya ntlha e e nang le polelo ya tsholofetso – gore go tle go nne molemo mo go wena, le gore o tshele ka boleele mo lefatsheng. Le lona borrabana, lo se ka lwa rumola bana ba lona go ba gakatsa; mme lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.
”Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi. Modimo wa ba segofatsa; Modimo wa ba raya wa re: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.”
”Jehofa Modimo a re: “Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi; ke tlaa mo direla thuso e e mo lebanyeng.” Ke gone ka moo phologolo nngwe le nngwe ya naga le nonyane nngwe le nngwe ya loapi Jehofa Modimo a di bopa ka mmu, a di isa kwa monneng, go bona ka fa o tlaa di rayang maina ka gone. Leina le monna o le reileng sebopiwa sengwe le sengwe se se tshedileng, ya nna lone leina la sone. Monna a raya dikgomo tsotlhe maina, le dinonyane tsa loapi, le phologolo nngwe le nngwe ya naga; mme Atame ene ga se ka ga bonwa thuso e e mo lebanyeng.
”Jehofa Modimo a thulametsa monna ka boroko jo bogolo, mme a thulamela. Mme a ntsha logopo longwe lwa gagwe, a kopanya nama mo boemong jwa lone. Logopo lo Jehofa Modimo o lo ntshitseng mo monneng, a lo dira mosadi, mme a mo isa kwa monneng. Monna a re: “Jaana yo, ke lesapo la marapo a me, le nama ya nama ya me; o tlaa bidiwa Mosadi, ka a ntshitswe mo Monneng.”
”Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela. Monna le mosadi wa gagwe ba bo ba sa ikatega, ka bobedi jwa bone; ba bo ba se na ditlhong.
”Monna a re: “Mosadi yo o mo nneileng gore ke nne nae, ke ene yo o nneileng ga setlhare, mme ka ja.” Jehofa Modimo a raya mosadi a re: “Ke eng se o se dirileng?” Mosadi a re: “Noga e ntsieditse, mme ka ja.”
”Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” A raya mosadi a re: “Ke tlaa go ntsifaletsa matshwenyego a go ima ga gago. O tlaa belega bana ka bohutsana; keletso ya gago e tlaa nna kwa monneng wa gago, mme o tlaa go laola.” A raya Atame a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago, o jele ga setlhare se ke se go laetseng ka re: ‘O se ka wa se ja,’ mmu o hutsegile ka ntlha ya gago. O tlaa ja ga one ka letsapa, malatsi otlhe a botshelo jwa gago.
”Monna a raya mosadi wa gagwe leina a re Efa, ka gobo e le mmabatshedi botlhe.
”Monna a itse Efa mosadi wa gagwe; a nna moimana a bona Kaine, a re: “Ke bonye monna ka thuso ya ga Jehofa.” Gape a bona Abele, monnawe. Abele e ne e le modisa wa dinku, Kaine e le molemi. E rile motlha mongwe Kaine a tlisa ga loungo lwa mmu, a direla Jehofa tshupelo. Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone. Mme Jehofa a itumelela Abele le tshupelo ya gagwe; a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Jalo Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa. Jehofa a raya Kaine a re: “Ana o galefetseng? Le sefatlhogo sa gago se befetseng? A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega? Mme fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.” Kaine a bua le Abele, monnawe. Mme ga dirala ya re ba le kwa nageng, Kaine a kgomogela Abele monnawe, a mmolaya. Jehofa a raya Kaine a re: “Abele monnao, o kae?” A araba a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?” Jehofa a re: “Ana o dirile eng? Lentswe la madi a ga monnao le mpitsa le tswa mo mmung. Jaanong o hutsitswe ke mmu, o o atlhamolotseng molomo wa one, go tsenya madi a ga monnao, a tswa seatleng sa gago.
”Lo, ke lone lokwalo lwa ditshika tsa ga Atame. Tsatsing le Modimo o tlhodileng motho ka lone, wa mo dira mo setshwanong sa one Modimo. Wa tlhola nona le tshadi, wa ba segofatsa, wa ba raya leina wa re “Batho” ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone.
”Ya re Atame a sena go tshela dinyaga di le 130, a tshola ngwana wa mosimane yo o tshwanang nae, a ntse jaaka setshwano sa gagwe, a mo raya leina a re Sethe. Atame a re a sena go tshola Sethe, malatsi a gagwe a nna dinyaga di le 800, a tshola tshimane le tshetsana. Malatsi otlhe a Atame o tshedileng ka one e ne e le dinyaga di le 930, mme a swa.
”Ga dirala, e rile batho ba simolola go ntsifala mo lefatsheng, ba tshola bana ba basetsana.
”Jehofa a raya Noa a re: “Tsena, wena le ntlo ya gago yotlhe mo ntlong e e kokobalang; gonne wena, ke go bonye o le tshiamo fa pele ga me mo losikeng lo.
”Modimo wa segofatsa Noa le bomorwawe, wa ba raya, wa re: “Atang lo ntsifale, lo tlale ka lefatshe.
”Jaana Jehofa a raya Aberame a re: “Tloga, o tswe mo lefatsheng la gaeno, le mo go bagaeno, le mo ntlong ya ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tlaa le go supetsang. Ke tlaa dira morafe o mogolo ka wena; ke tlaa go segofatsa, ke dira leina la gago le nna legolo, gore wena o nne tshegofatso. “Le gone ke tlaa segofatsa bone ba ba go segofatsang, le ene yo o go hutsang ke tlaa mo hutsa. Mo go wena, ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tlaa segofala.”
”“Ka ga me, bona, kgolagano ya me e na nao; o tlaa nna rra-bontsi jwa merafe. Le gone leina la gago ga le ketla le tlhola le bidiwa Aberame, mme leina la gago le tlaa nna Aberahame; gonne ke go dirile raa-bontsi jwa merafe. Mme ke tlaa go atisa mo gogolo thata, ke tlaa dira merafe ka wena, le dikgosi di tlaa tswa mo go wena. “Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me gare ga me le wena, le losika lwa gago sefularong sa gago, go ya le ditshika tsotlhe tsa bone, gore e nne kgolagano e e sa khutleng, ya go re, ke tlaa nna Modimo mo go wena le mo losikeng lwa gago sefularong sa gago.
”Modimo wa raya Aberahame wa re: “Ka ga Sarai, mosadi wa gago, o se ka wa bitsa leina la gagwe Sarai, leina la gagwe e nne Sara. Ke tlaa mo segofatsa; gape, ke tlaa go naya ngwana wa mosimane ka ene. Ee, ke tlaa mo segofatsa, o tlaa nna mmamerafe: Dikgosi tsa ditšhaba di tlaa tswa mo go ene.” Foo Aberahame a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a tshega, a ithaya mo pelong a re: “A ngwana o ka bonwa ke yo o dingwaga di lekgolo? Le Sara yo o dingwaga di 90, a o ka bona ngwana?”
”Gonne ke mo tlhophile gore a tle a nne a laole bana ba gagwe, le ba ntlo ya gagwe morago ga gagwe, gore ba boloke tsela ya Jehofa go dira tshiamiso le katlholo gore Jehofa a tle a tlise mo go Aberahame se o se buileng ka ga gagwe.”
”Jehofa a lekola Sara jaaka a dikile a buile, Jehofa a direla Sara jaaka buile. Sara a nna moimana a bona ngwana wa mosimane le Aberahame, mo botsofeng jwa gagwe, ka lobaka lo lo laotsweng, lo Modimo o kileng wa bua nae ka ga lone. Aberahame a raya morwawe yo o mo tsetseng, yo Sara o mmonyeng nae leina, a re, Isake.
”Isake a mo isa mo mogopeng wa ga Sara, mmaagwe, mme a tsaya Rebeka a nna mosadi wa gagwe, a mo rata. Mme Isake a gomotsega morago ga loso lwa ga mmaagwe.
”Losika lwa gago lo tlaa nna jaaka lorole lwa lefatshe, o tlaa anamela kwa bophirimatsatsi, le kwa botlhabatsatsi, le kwa botsheka, le kwa borwa; mo go wena le mo losikeng lwa gago ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tlaa segofala.
”Jakobe a rata Ragele; a re: “Ke tlaa go direla dinyaga di supa ka ntlha ya ga Ragele morwadio yo mmotlana.” Labane a re: “Go molemo fa ke ka mo naya wena bogolo go go mo naya monna o sele; nna le nna.” Jakobe a direla Ragele dinyaga di supa; tsa nna mo go ene jaaka ekete ke malatsinyana fela, ka ntlha ya lorato lo a mo ratileng ka lone.
”E rile Ragele a bona fa a sa bone bana le Jakobe, Ragele a hufegela mogolowe; a raya Jakobe a re: “Nnaya bana; fa go sa nne jalo nkaa swa.” Bogale jwa ga Jakobe jwa tukela Ragele a re: “A ke mo boemong jwa Modimo o o go timileng loungo lwa sebopelo?”
”Jehofa a raya Jakobe a re: “Boela kwa lefatsheng la borraago, le kwa go bagaeno; mme ke tlaa nna nao.”
”Foo Jakobe a raya ba ntlo ya gagwe le botlhe ba o nang nabo a re: “Tlosang medimo e sele e e mo go lona, lo iitshekise, lo apare diaparo di sele.
”Foo Josefe a palelwa ke go itshwara fa pele ga botlhe ba ba emeng fa go ene, mme a kua a re: “Ntshang banna botlhe ba tswe fa go nna.” Mme ga se ka ga ema ope nae fa Josefe a ikitsise bomorwa rraagwe. A tsholetsa lentswe la gagwe ka selelo; mme Baegepeto ba utlwa, le ntlo ya ga Faro ya utlwa. Josefe a raya bomorwa rraagwe a re: “Ke nna Josefe; a rre o sa ntse a tshedile?” Bomorwa rraagwe ba retelelwa ke go mo fetola; gonne ba huduilwe ke go mmona.
”Josefe a baakanya kara ya gagwe a tlhatloga a ya go kgatlhantsha Iseraele rraagwe kwa Gošene. Mme a ya kwa go ene a wela mo thamong ya gagwe, a lela ka lobaka lo loleele a le fa thamong ya gagwe.
”Josefe a baya rraagwe le bomorwa rraagwe, a ba naya boswa mo lefatsheng la Egepeto kwa lefatshe le gaisang ka molemo gone, mo lefatsheng la Ramesese, jaaka Faro a laotse. Josefe a otla rraagwe le bomorwa rraagwe le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe ka dijo, ka fa malwapeng a bone.
”O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang;
”“Tlotla rraago le mmaago, gore malatsi a gago a nne maleele mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.
”“Yo o itayang rraagwe le fa e le mmaagwe, ruri a bolawe.
”Lo se ka lwa patika mosadi yo o motlholagadi, le fa e le ngwana yo o lesiela.
”o o bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope; o o beletsang bana ba batho tshiamololo ya borraabo, le bana ba bana, go ya go fitlha mo kokomaneng ya boraro le ya bone.”
”wa tseisa bomorwao bomorwadia bone; bomorwadia bone ba akafalele medimo ya bone, ba fepe bomorwao, le bone ba akafalele medimo ya bone.
”Motho mongwe le mongwe a a boife mmaagwe le rraagwe, mme lo boloke boSabata ba me; ke nna Jehofa Modimo wa lona.
”“O se ka wa ila morwa rraago mo pelong ya gago; ruri go kgalemela wa gaeno, o tlaa mo kgalemela, o bo o sa rwale boleo ka ntlha ya gagwe.
”“Mongwe le mongwe yo o hutsang rraagwe kgotsa mmaagwe, a a bolawe ruri; o hutsitse rraagwe kgotsa mmaagwe; madi a gagwe a a nne mo go ene.
”Ba se tseye mosadi yo e leng seaka, kgotsa yo o sentsweng; le gone ba se tseye mosadi yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe, gonne moperesiti o boitshepelo Modimo wa gagwe.
”Mme a tseye mosadi yo o sa ntseng a le mo bokgarebaneng jwa gagwe. Moswagadi le fa e le mosadi yo o tlhadilweng, le fa e le mosadi yo o itshentseng, seaka, bao a a se ba tseye; a tseye kgarebana ya batho ba ga gabo go nna mosadi wa gagwe.
”“O ke one molao wa lefufa, fa mosadi a le mo seatleng sa monna wa gagwe, mme a fapoga, a leswefala, kgotsa fa mowa wa lefufa o wela mo monneng, a nna lefufa ka ga mosadi wa gagwe; foo a a beye mosadi wa gagwe fa pele ga Jehofa; mme a moperesiti a diragatse molao o otlhe mo go ene. Monna o tlaa bo a gololegile mo boikepong, mme mosadi yoo o tlaa rwala boikepo jo o bo dirileng.”
”“Bomorwadia Selofehate ba bua ka tshiamo; ruri o ba neye boswa jwa thuo mo go bomorwa rraabo, o dire gore boswa jwa ga rraabo bo fetele mo go bone. O bue le bana ba Iseraele o re: ‘Fa motho a swa a se na ngwana wa mosimane, foo lo dire gore boswa jwa gagwe bo fetele mo go morwadie. Fa a se na ngwana wa mosetsana, foo boswa jwa gagwe lo tlaa bo naya bomorwa rraagwe. Fa a se na bomorwa rraagwe, foo boswa jwa gagwe lo bo neye borangwanaagwe. Fa rraagwe a se na borangwanaagwe, foo boswa jwa gagwe lo bo neye tsala ya gagwe ya losika lwa gagwe e e gaufi bogolo nae ka go tsalwa, ke ene yo o tlaa bo ruang; e nne molao wa katlholo mo baneng ba Iseraele, jaaka Jehofa a laotse Moše.’ ”
”Se ke sone se Jehofa o se laolang ka ga bomorwadia Selofehate, a re: ‘A ba nyalwe ke ba ba ba ratang; mme ba nyalwe ke ba losika lwa lotso lwa ga rraabo ba le bosi fela. Jalo ga go ketla go tloga boswa bope jwa bana ba Iseraele mo lotsong longwe jwa ya mo go lo longwe, gonne bana ba Iseraele, mongwe le mongwe o tlaa ngaparela boswa jwa lotso lwa borraagwe. Ngwana wa mosetsana mongwe le mongwe yo o nang le boswa mo lotsong longwe lwa bana ba Iseraele, a a nne mosadi wa mongwe wa losika lwa lotso lwa ga rraagwe, gore bana ba Iseraele, monna mongwe le mongwe a rue boswa jwa borraagwe. Jalo ga go ketla go tloga boswa bope mo lotsong longwe jwa ya mo go lo longwe, gonne mo ditsong tsa bana ba Iseraele mongwe le mongwe o tlaa ngaparela boswa jwa gagwe.’ ”
”O itise fela, mme o boloke mowa wa gago thata gore o se lebale dilo tse matlho a gago a di bonyeng, le gore di se tloge mo pelong ya gago ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago; o bo o di itsise bana ba gago le bana ba bana ba gago; letsatsi le o ne wa ema ka lone fa pele ga Jehofa Modimo wa gago mo Horebe, jale ka Jehofa a nthaya a re: ‘Mphuthela batho, mme ke tlaa ba utlwisa mafoko a me, gore ba tle ba ithute go mpoifa ka malatsi otlhe a ba tlaa tshelang ka one mo lefatsheng, le gore ba rute bana ba bone.’
”“Tlotla rraago le mmaago, jaaka Jehofa Modimo wa gago a go laotse; gore malatsi a gago a nne maleele, le gore go ye sentle nao mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.
”Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.
”Le gone o se ka wa nyalana nabo; ngwana wa gago wa mosetsana o se ka wa mo naya ngwana wa bone wa mosimane, le gone o se ka wa tseisa ngwana wa gago wa mosimane ngwana wa bone wa mosetsana. Gonne o tlaa faposa morwao mo go ntshaleng morago, gore ba direle medimo e sele, jalo bogale jwa ga Jehofa bo lo tukele, mme a go senye ka bonako.
”O dirisetsa masiela le mosadi wa motlholagadi katlholo, o rata moeng ka go mo naya dijo le diaparo.
”Lo a rute bana ba lona, lo bue ka ga one, fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.
”Tlhokomela o bo o utlwe mafoko otlhe a, a ke a go laolelang, gore go tle go ye sentle nao, le bana ba gago morago ga gago ka bosakhutleng, mogang o dirang se se molemo mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gago.
”O itumele mo moletlong wa gago, wena le morwao, le morwadio, le motlhanka wa gago, le lelata la gago, le Molefi, le moeng, le lesiela, le motlholagadi, ba ba mo teng ga dikgoro tsa gago.
”Le gone a se ka a intsifaletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga; le gone a se ka a intsifaletsa selefera le gouta bobe.
”Go na le monna ofe yo beeletseng mosadi, a ise a mo tseye? A a boele kwa ntlong ya gagwe, o ka tla a swela mo ntweng, mme mnna o sele a mo tseye.’
”“Fa monna a na le basadi ba le babedi, mongwe a ratwa, yo mongwe a ilwa, mme fa a bonye bana nabo boo babedi, yo o ratwang le yo o ilwang; fa motsalwapele wa mosimane e le ngwana wa yo o ilwang; foo a go dirale gore e re mo letsatsing le o abelang bana ba gagwe ba basimane boswa jwa dilo tse o nang natso ka lone, a se ka a baya morwa moratwa go nna motsalwapele fa pele ga morwa moilwa yo o leng motsalwapele. A a supe morwa moilwa fa e le motsalwapele ka go mo naya sebedi sa dilo tsotlhe tse a nang natso, gonne ke ene tshimologo ya nonofo ya gagwe; tshiamelo ya motsalwapele e be e le ya gagwe.
”“Fa monna a na le ngwana wa mosimane yo o logwadi, yo o tsuololang, yo o ganang go utlwa lentswe la ga rraagwe, kgotsa lentswe la ga mmaagwe, mme le fa ba mmetsa a gane go ba utlwa, foo boorraagwe le mmaagwe ba mo tshware, ba mo ise kwa bagolwaneng ba motse, le kwa kgotleng ya felo ga gagwe; ba reye bagolwane ba motse wa ga gabo, ba re: ‘Ngwana yo wa rona o logwadi, o a tsuolola, o gana go utlwa lentswe la rona; ke motho wa ditlhapelo mo go tsheleng ga gagwe, e bile letagwa.’ Banna botlhe ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka maje, a swe, jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago; mme Baiseraele botlhe ba tlaa utlwa, ba boifa.
”“Fa monna mongwe a tsaya mosadi, a tsena kwa go ene, mme a mo ila, a mmaya molato wa dilo tse di tlhabisang ditlhong, a mo tsosetsa leina le le bosula, a re: ‘Ka tsaya mosadi yo, ke rile ke mo atamela ka se ka ka fitlhela mo go ene ditshupo tsa bokgarebane;’ foo rra mosetsana le mmaagwe a ba ise ditshupo tsa bokgaresbane jwa mosetsana kwa bagolwaneng ba motse kwa kgotleng ya motse. Rra mosetsana a reye bagolwane a re: ‘Morwadiake ke mo neile monna yo go nna mosadi, jaanong o a mo ila. Bonang o mmeile molato wa dilo tsa botlhabisa ditlhong, a re: Ga ke a ka ka fitlhela ditshupo tsa bokgarebana mo go morwadio; le fa go ntse jalo ditshupo tsa bokgarebane jwa morwadiake ke tse.’ Ba phutholole seaparo fa pele ga bagolwane ba motse. Bagolwane ba motse oo ba tseye monna ba mmetse; ba mo lefise diselefera di le lekgolo, ba di neye rra mosetsana, ka a tsoseditse kgarebane nngwe ya Iseraele leina le le bosula, mme a a nne mosadi wa gagwe fela; ga a kake a mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe. “Mme e re fa selo se e le boammaaruri, gore ditshupo tsa bokgarebane ga di a ka tsa fitlhelwa mo mosetsaneng, foo ba ntshetse mosetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka maje, a swe, ka a dirile bosilo mo Iseraele, a dirile boaka mo ntlong ya ga rraagwe. Jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago. “Fa monna a fitlhelwea a lala le mosadi yo o nyetsweng ke monna yo mongwe, foo ba swe boo babedi, monna yo o letseng le mosadi, le ene mosadi; jalo o tlaa bo o tlosa busola mo go Iseraele.
”Ngwana wa dikgora a se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa; le go ya kwa kokomaneng ya bosome go se nne ope wa gagwe yo o tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.
”“E re fa monna a tsaya mosadi, a mo nyala, foo go dirale gore, fa mosadi a se na kgatlhego epe mo matlhong a gagwe, ka ntlha ya go bo o fitlhetse sengwe mo go ene sa boatla, a a mo kwalele lokwalo lwa tlhalo, a lo mo neye mo seatleng, a mo ntshe mo ntlong ya gagwe. O tlaa re a sena go tswa mo ntlong ya gagwe, o ka ya a nna mosadi wa monna o sele. Fa monna wa morago a mo ila, mme a mo kwalela lokwalo lwa tlhalo, a lo mo naya mo seatleng, a mo ntsha mo ntlong ya gagwe; kgotsa fa monna wa morago a swa, ene yo o mo tsereng go nna mosadi wa gagwe; monna wa gagwe wa pele, yo o ne a mo leleka, ga a kake a ba a mo tsaya gape go nna mosadi wa gagwe, a sena go itshekololwa; gonne mo ke moila fa pele ga Jehofa; o se ka wa leofisa lefatshe le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go nna boswa.
”“E re fa monna a tsaya mosadi yo moša, a a se bolole le ntwa, le gone a a se newe tiro epe, a a nne mo gae ka ngwaga a se na tiro, a itumedise mosadi wa gagwe yo o mo tsereng.
”‘Go hutsege yo o nyatsang rraagwe kgotsa mmaagwe.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
”‘Go hutsege yo o sokang katlholo ya moeng, le ya lesiela, le ya mosadi wa motlholagadi.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
”“Dilo tse di subegileng ke tsa ga Jehofa Modimo wa rona, mme dilo tse di senotsweng ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleng, gore re tle re dire mafoko otlhe a molao o.”
”Phutha batho, banna le basadi, banyana, le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore ba utlwe, le gore ba ithute, ba boife Jehofa Modimo wa lona, ba tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o; le gore bana ba bone, ba ba iseng ba itse, ba utlwe, ba ithute go boifa Jehofa Modimo wa lona ka lobaka lotlhe lo lo tshelang ka lone mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joretane lo ya kwa go lone go le rua.”
”Ke gone jaana, a ko lo inkanele ka Jehofa go re, ka ke lo diretse ka pelonomi, le lona lo tlaa direla ba ntlo ya ga rre ka pelonomi, le go re lo tlaa nnaya sesupo sa mmaanete, le go re lo tlaa tshedisa rre, le mme, le bana ba ga rre, ba basimane le ba basetsana, le dilo tsotlhe tse ba nang natso, lo ba lo golola matshelo a rona mo losong.”
”Ke gone e tlaa re ka moso lo tlaa atamediwa ka ditso tsa lona; go tlaa dirala go re lotso lo Jehofa o tlaa lo tsayang lo tlaa atamela ka ditshika; mme losika lo Jehofa o tlaa lo tsayang lo tlaa atamela ka dikgotla; mme ba kgotla e Jehofa o tlaa e tsayang ba tla atamela monna le monna.
”E tlaa re kgotsa fa gongwe lo ka boela kwa morago lwa ngaparela masalela a merafe e, e bong yone e e setseng mo go lona, lwa nyalana nabo, lwa tsena kwa go bone, le bone mo go lona; lo bo lo itsetse ruri fa Jehofa Modimo wa lona a se ketla a tlhola a leleka merafe e, e tloga mo ponong ya lona; e tlaa nna serai le seru mo go lona, le thupa mo ditlhakoreng tsa lona, le mitlwa mo matlhong a lona go tsamaya lo nyelela lo tloga mo lefatsheng le le molemo, le Jehofa Modimo wa lona o le lo neileng.
”Mme fa lo bona go le bosula go direla Jehofa, itshenkeleng gompieno yo lo tlaa mo direlang; le fa e le medimo e borraeno ba ne ba e direla, e e neng e le kwa moseja ga Noka, gongwe medimo ya Baamore, ba lefatshe la bone lo agileng mo go lone; mme ka ga me, le ba ntlo ya me, rona re tlaa direla Jehofa fela.”
”Bana ba Iseraele ba tsamaya ba tswa gone ka baka loo, monna mongwe le mongwe a ya lotsong lwa gagwe, le kwa go ba gagwe, ba tswa gone, mongwe le mongwe a ya bosweng jwa gagwe.
”Ruthe a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe, ke kgaogane le go go sala morago; gonne kwa o yang gone, ke tlaa ya gone; kwa o lalang gone, ke tlaa lala gone; batho ba gaeno e tlaa nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tlaa nna Modimo wa me;
”Gape Ruthe wa Momoabe, mosadi wa ga Mahelone, ke mo rekile gore a tle a nne mosadi wa me, go tsosa leina la moswi mo bosweng jwa gagwe, gore leina la moswi le se ka la kgaolwa la tswa mo baneng ba ga rraagwe, le mo kgotleng ya felo ga gagwe; lo basupi gompieno.”
”Elekana monna wa gagwe a mo raya a re: “Hana, o lelelang? Ga o jeleng? Le pelo ya gago e hutsafaletseng? A ga ke molemo mo go wena bogolo go bana ba basimane ba le some?”
”A ikana ka ikano a re: “Jehofa wa masomosomo, fa ruri o tlaa leba patikego ya lelata la gago, wa nkgakologelwa, o sa lebale lelata la gago, mme wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, foo ke tlaa mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme ga go ketla go tla logare mo tlhogong ya gagwe.”
”Ka rapela ka lopa ngwana yo; mme Jehofa o nneile topo ya me, e ke e lopileng mo go ene; ke gone le nna ke mo reboletseng Jehofa; ka lobaka lotlhe lwa go tshela ga gagwe, o reboletseng Jehofa.” Mme ba obamela Jehofa gone.
”Jaana bomorwa Eli ya bo e le banna ba diramatla fela; ba ne ba sa itse Jehofa.
”Samuele a direla fa pele ga Jehofa, a le ngwanyana, a tlamilwe ka sekhutlana sa leloba.
”Ngwana Samuele a golela pele, a ratwa ke Jehofa, le ke batho le bone.
”Ke tlaa nna rraagwe, ene o tlaa nna morwaake; fa a dira boikepo, ke tlaa mmetsa ka thupa ya batho, le ka kgwathiso ya bana ba batho.
”Jaana kgosi Solomone a rata basadi ba le bantsi ba ditšhaba tsa seeng, kwa ntle ga morwadia Faro, e le basadi ba Bamoabe, ba Baamone, ba Baetome, ba Basitone le ba Bahite. E le ba merafe e Jehofa o ne a bua ka ga yone le bana ba Iseraele, a re: “Lo se ka lwa ya mo go bone, le bone ba sa ka ba tla mo go lona; gonne ruri ba tlaa faposetsa dipelo tsa lona kwa medimong ya bone.” Solomone a ngaparela bone bao mo loratong. O ne a na le basadi ba le 700, bomorwadia dikgosi, le bagadingwana ba le 300; mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe. Gonne ga dirala e rile Solomone a sena go tsofala basadi ba gagwe ba faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e sele; pelo ya gagwe ya se ka ya nna boitekanelo mo go Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka pelo ya ga Dafite rraagwe e ne e ntse.
”Ke gone jaana lo se ka lwa naya bomorwa bone bomorwadia lona, le fa e le go tseisa bomorwa lona bana ba bone ba basetsana, le gone lo se ka lwa batla kagiso ya bone le fa e le letlhogonolo la bone ka bosakhutleng, gore lo tle lo nne thata, le gore lo je monate wa lefatshe, le gore lo le tlogelele bana ba lona boswa ka bosakhutleng.’
”Esera moperesiti a ema a ba raya a re: “Lo tlodile, lo nyetse basadi ba seeng go tla lo totisa molato wa Baiseraele. Ke gone jaana dirang boipolelo mo go Jehofa Modimo wa borraeno lo bo lo dire go rata ga gagwe; lo ikgaoganye le ditšhaba tsa lefatshe, le bone basadi ba seeng.” Foo phuthego yotlhe ya mo fetola, ya bua ka lentswe le le tsholetsegileng ya re: “Jaaka o buile ka ga rona, re na le go dira fela jalo.
”Foo mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o sa ntse o tshegeditse bosenang molato jwa gago? Itatole Modimo, mme o swe.” Mme a raya mosadi a re: “O bua jaaka mongwe wa basadi ba ba dieleele a tle a bue. Wa reng? A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?” Mo go tse tsotlhe Jobe ga a ka a leofa ka molomo wa gagwe.
”O theile nonofo ka a a tswang melomong ya banyana le ba ba anyang, ka ntlha ya baganetsi ba gago, gore o tle o didimatse mmaba le mmusolosi.
”go tla o atlhola masiela le bapatikwi, gore motho yo e leng wa lefatshe fela a se ka a tlhola a boitshega gope.
”Mme wena, o ene yo o nntshitseng mo sebopelong; wa ntira gore ke ikanye jale ka ke le mo mabeleng a ga mme. Ke sa le ke latlhelwa mo go wena ke tswa mo sebopelong; ke sa le ke tswa mo mpeng ya ga mme o ntse o le Modimo wa me.
”Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.
”Nkile ka ne ke le lekau mme jaana ke tsofetse; le fa go ntse jalo ga ke ise nke ke bone mosiami a latlhilwe, le fa e le bana ba gagwe ba legalegela dijo. Ka letsatsi lotlhe o tlhola a dira ka pelotshweu, a adime, mme losika lwa gagwe lo segofale.
”Bona, ke ne ka bopegela mo boikepong; mmé mmè a nkamogelela mo boleong. Bona, o eletsa boammaaruri mo ditennyeng; le mo bokaeng jo bo fitlhegileng o tlaa nkitsise botlhale.
”Modimo ke rramasiela, le moatlholedi wa basadi ba batlholagadi mo boagong jwa one jo bo boitshepo. Ba ba lore, Modimo o tle o ba dire motse; bagolegwi o ba ntshetse go kokotlegela; mme batsuolodi bone, ba agile mo lefatsheng la lokgere.
”Ke tlaa tswa molomo ka setshwantsho; ke tlaa wela dipolelo tse di lotobo tsa bogologolo, tse re di utlwileng, ra di itse, tse borraetsho ba di re boleletseng. Ga re ketla re di lobela bana ba bone, ka re tlaa bolelela losika lo lo tlang dipako tsa ga Jehofa, le thata ya gagwe, le ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse o di dirileng. Gonne o ne a tlhoma tshupo mo go Jakobe, a baya molao mo go Iseraele, o o o laoletseng borraetsho gore ba tle ba itsise bana ba bone dilo tse; gore losika lo lo tlang lo di itse, e bong bana ba ba tlaa tsalwang; ba ba tlaa tlogang ba ba ba di bolelela bana ba bone; gore ba tlhome tsholofelo ya bone mo Modimong, ba se ka ba lebala ditiro tsa Modimo, mme ba boloke ditaolo tsa one; gore ba se nne jaaka borraabo, ba e neng e le losika lo lo tlhogo e thata, le lwa borukhutlhi; e le losika lo lo sa tlhomang pelo ya lone ka tshiamo, lo mowa wa lone o sa emang sentle le Modimo.
”Atlholelang bahumanegi le masiela; direlang ba ba patikwang le batlhoki tshiamo.
”Jaaka rrabana a tle a utlwele bana ba gagwe botlhoko; Jehofa le ene o tlhomogela ba ba mmoifang pelo jalo.
”Mme boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo ntse fela go tswa bosasimologeng go ya bosaengkae mo go ba ba mmoifang, le tshiamo ya gagwe go ya baneng ba bana;
”lona losika lwa ga Aberahame, motlhanka wa gagwe; lona bana ba ga Jakobe, baitshenkedwi ba gagwe. Ke ene Jehofa Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe fela. O ntse a gakologetswe kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng, e bong lefoko le o le laoletseng dikokomana di le makgolo a some;
”O dira gore mosadi yo o moopa a nne le motse, le go nna mma bana yo o itumelang. Bakang Jehofa.
”A Jehofa a lo atise segolo bogolo, lona le bana ba lona.
”Bona, bana ke boswa jwa Jehofa; le loungo lwa sebopelo ke tuelo ya gagwe. Jaaka metswi mo seatleng sa monna yo o senatla, banna ba bokau ba ntse jalo. Go sego monna yo mokotlopo wa gagwe o ba tletseng; ba tlaa re ba bua le baba fa kgorong, ba se ke ba tlhajwe ke ditlhong.
”Mosadi wa gago o tlaa nna jaaka mofine o o ungwang thata mo tengteng ga ntlo ya gago; bana ba gago ba tlaa nna jaaka matswela a motlhware, ba dikanyetsa lomati lwa bojelo lwa gago.
”Ee, o tlaa bona bana ba bana ba gago. A kagiso e nne mo go Iseraele.
”Bonang, go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo nngwe fela.
”Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme. Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle. Popego ya me ga e a ka ya go fitlhegela jale ka ke dirwa mo bosaitsiweng, ka ke bopiwa ka maatlametlo kwa tlasetlase ga lefatshe. Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me, tse di neng di ntse di bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le mororo go ise go nne epe ya tsone.
”makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana; a ba bake leina la ga Jehofa; gonne leina la gagwe ke lone losi le le goletsegileng; kgalalelo ya gagwe e godimo ga lefatshe le legodimo.
”Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago,
”Morwaaka, o se ka wa nyatsa kwatlhao ya ga Jehofa; le gone o se ka wa lapisiwa ke kgalemo ya gagwe; gonne yo Jehofa o mo ratang o tle a mo kgalemele; fela jaaka rra motho a tle a kgalemele morwawe yo o mo natefelang.
”Bomorwaaka, utlwang thuto ya rra batho, lo tlhokomeleng go itse tlhaloganyo; gonne ke lo naya thuto e e siameng; lo se ka lwa tlogela molao wa me. Gonne ke ne ke le morwarre, ke le tlekeetso, ke ratega ke le nosi mo matlhong a ga mme. Rre a nthuta a nthaya a re: “A pelo ya gago e tshegetse mafoko a me; o boloke ditaolo tsa me, mme o tshele:
”Utlwa, morwaaka, o amogele dipolelo tsa me; mme dinyaga tsa botshelo jwa gago di tlaa nna dintsi. Ke go rutile mo tseleng ya botlhale; ke go gogile mo ditselaneng tsa thokgamo.
”Morwaaka, tlhokomela mafoko a me; sekegela dipolelo tsa me tsebe. A di se tloge mo matlhong a gago; o di bolokele mo sekwalelong sa pelo ya gago. Gonne di botshelo mo go ba ba di bonang, di bile di le phodiso fela mo nameng yotlhe ya bone. Dibela pelo ya gago ka tlhoafalo yotlhe: gonne matso a botshelo a tswa mo go yone.
”A motswedi wa gago o nne sego; mme o itumele mo mosading wa bokau jwa gago. Jaaka tshephe e namagadi e e lorato, le jaaka lefele le le namagadi le le natefang, a mabele a gagwe a go thethebatse ka metlha yotlhe, o nne o tlhapelwe ke lorato lwa gagwe ka metlha yotlhe.
”Morwaaka, tshegetsa taolo ya ga rraago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmaago.
”Diane tsa ga Solomone. Mosimane yo o botlhale o itumedisa rraagwe, mme mosimane yo o seeleele ke khutsafatso ya ga mmaagwe.
”Yo o tshwenyang ntlo ya gagwe o tlaa ja phefo boswa, le lesilo le tlaa nna motlhanka wa yo o pelo e e botlhale.
”Mosadi yo o mokgwa montle o o iphaphileng ke serwalo sa tlhogo mo monneng wa gagwe, mme yo o tlhabisang ditlhong o ntse jaaka sebodu mo marapong a gagwe.
”Ngwana wa mosimane yo o botlhale o utlwa thuto ya ga rraagwe, mme mosotli ga a utlwe kgalemelo.
”Motho yo o molemo o tlogelela bana ba gagwe boswa, mme khumo ya moleofi e beetswe basiami.
”Yo o rekegelang thupa o ila morwawe, mme yo o mo ratang o tle a mo watlhae go sa le gale.
”Mosadi mongwe le mongwe yo o tlhalefileng o aga ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.
”Lesilo le nyatsa thuto ya rra lone, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o bapala bonokopela.
”Mosimane yo o tlhalefileng o itumedisa rraagwe, mme motho wa seeleele o nyatsa mmaagwe.
”Motlhanka yo o dirang ka botlhale o tlaa busa yo e leng ngwana wa kgotla yo o tlhabisang ditlhong, mme o tlaa arogana boswa le bomorwa motho.
”Bana ba bana ke serwalo sa tlhogo sa bagolo, mme kgalalelo ya bana ke borraabo.
”Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.
”Mosimane yo o seeleele o ledisa rraagwe, o bile o tsosa pelo e e galakang mo go ene yo o mmelegeng.
”Yo o tsayang mosadi, o bona se se molemo, o ba a bona botsalano mo go Jehofa.
”Mosimane yo o seeleele ke tatlhego mo go rraagwe; le ditatalalo tsa mosadi wa motho ke go rotha mo go sa khutleng. Ntlo le dikhumo ke boswa jo bo tswang mo go borra batho; mme mosadi yo o bonokopela o tswa kwa go Jehofa.
”Otlhaya morwao ka gobo go na le tsholofelo, mme o se ka wa tlhoma pelo ya gago mo go mo senyeng.
”Yo o thopang rraagwe ka thata, a ba a leleka mmaagwe, ke ngwana wa mosimane yo o tlhabisang ditlhong le yo o lereng kgobo.
”Mosiami yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, go sego bana ba gagwe morago ga gagwe.
”Le e leng ngwanyana o tle a itshenole ka ditiro tsa gagwe, bo tiro ya gagwe e ntle, le go re a e siame.
”Le fa e le mang yo o hutsang rraagwe kgotsa mmaagwe, lobone lwa gagwe lo tlaa tingwa mo lefifing le lentshontsho.
”Boswa e ka re gongwe bo ka bonwa ka potlako mo tshimologong, mme bokhutlo jwa jone ga bo ketla bo segofala.
”Go molemo go aga mo kgokgotshong kwa godimo ga ntlo, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang mo ntlong e e atlhameng.
”Go molemo go nna mo lefatsheng le le sa nnweng fela, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang le yo o khutlogang.
”Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.
”Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya ngwanyana, mme thupa ya kwatlhao e tlaa bo lelekela kgakala mo go ene.
”O se ka wa gana ka kwatlhao mo ngwaneng, gonne fa o mmetsa ka thupa ga a ketla a a swa. Mmetse ka thupa, mme o tlaa golola mowa wa gagwe mo Bobipong. Morwaaka, fa pelo ya gago e le botlhale, pelo ya me e tlaa itumela, e bong ya me; ee, diphilo tsa me di tlaa ipela thata, motlhang molomo wa gago o buang dilo tse di siameng.
”Reetsa rraago yo o go tsetseng, o bo o se ka wa nyatsa mmaago fa a tsofetse. Reka boammaaruri, mme o se ka wa bo rekisa; ee, le botlhale, le thuto, le tlhaloganyo. Rraagwe mosiami o tlaa ipela thata, le yo o tsalang ngwana yo o botlhale o tlaa bona boitumelo ka ga gagwe. A borraago le mmaago ba itumele, le yo o go belegeng a ipele thata. Morwaaka, nnaya pelo ya gago, mme a matlho a gago a natefelwe ke ditsela tsa me.
”Go molemo bogolo go nna mo kgokgotshong kwa godimo ga ntlo, bogolo go go aga le mosadi yo o omanang mo ntlong e e atlhameng.
”Go le go rothela ruri ka letsatsi la pula e tona, le mosadi yo o omanang go tshwana fela.
”Yo o tshegetsang molao ke ngwana yo o botlhale, mme yo o leng monkana wa diapu o tlhabisa rraagwe ditlhong.
”Yo o utswelang rraagwe kgotsa mmaagwe, mme a re: “Ga se tlolo epe;” motho yoo ke monkana wa sesenyi.
”Thupa le kgalemelo di naya motho botlhale, mme ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.
”Otlhaya morwao, mme o tlaa go naya boikhutso; ee, o tlaa jesa mowa wa gago monate.
”Go na le losika lwa batho ba ba rogang borraabo, mme ba sa segofatse bommaabo. Go na le losika lwa batho ba ba iponang boitsheko, le fa go ntse jalo ba sa tlhapisiwa maswe a bone. Go na le losika lwa batho, ana matlho a bone a kalegile jang, le dintshi tsa matlho a bone di tsholetsegile jang!
”Leitlho la motho yo o sotlang rraagwe, le la yo o nyatsang go utlwa mmaagwe, mahukubu a molapo a tlaa le gonya, le manonyana a tlaa le ja.
”Go dilo di le tharo tse di gakgamatsang bobe mo go nna, ee, go di le nne tse ke sa di itseng: Tsela ya ntswi yo motona mo loaping; tsela ya noga mo lefikeng; tsela ya sekepe mo gare ga lewatle; le tsela ya monna a na le morweetsana.
”Ke eng, morwaaka? Ke eng wena ngwana wa sebopelo sa me? Ke eng, wena ngwana wa maikano a me? O se ka wa naya basadi thata ya gago, le metsamao ya gago o se ka wa e naya sone se se senyang dikgosi.
”E mang yo o ka bonang mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng? Gonne tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya majana a a tlhokegang kgakala. Pelo ya monna wa gagwe e mo ikantse, mme ga a ketla a tlhoka papadi. O mo direla molemo e seng bosula, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe. O tle a senke bobowa le leloba, mme a dire ka bongwe fela jwa pelo ka diatla. O ntse jaaka dikepe tsa moreki wa dilo; dijo tsa gagwe o tle a ye go di tsaya kwa kgakala. Le gone o tle a tsoge go sa le bosigo, a neye ba ntlo ya gagwe dijo, le barweetsana ba gagwe tiro ya bone. O tle a gopole tshimo, mme a e reke; a tlhome tshimo ya mafine ka papadi ya diatla tsa gagwe. O ikokwaela mo lothekeng ka nonofo, a ithatafatse mabogo. O lemoga fa tlhwatlhwa ya gagwe e na le papadi; lobone lwa gagwe ga lo time bosigo. O tle a beye diatla mo selogong, diatla tsa gagwe di tshware letsogo la sone. O tle a huporololele bahumanegi seatla; ee, a otlololele batlhoki mabogo. Ga a boifele ba ntlo ya gagwe fa go le kapoko, gonne ba ntlo ya gagwe botlhe ba apere bohibidu jo bo letlhololo. O itirela dialo tsa letsela le le dirilweng matsabatsaba; diaparo tsa gagwe ke leloba le le boleta le bohibidu jo bo mokgona. Monna wa gagwe o itsiwe mo dikgotleng, fa a dutse mo bagolwaneng ba lefatshe. O tle a dire diaparo tsa leloba, mme a di rekise; a neele moreki meitlamo. Thata le tlotlego ke diaparo tsa gagwe; mme o tlaa tshega lobaka lo lo tlang. O tumolola molomo wa gagwe ka botlhale; mme molao wa bopelonomi o bo o le mo lolemeng lwa gagwe. O lebaleba mekgwa ya ba ntlo ya gagwe thata, mme ga a je dijo tsa podufalo. Bana ba gagwe ba nanoge, ba mmitse mosegofadiwa; monna wa gagwe le ene a mmake a re: “Bana bantsi ba basetsana ba dirile sentle, mme wena o ba gaisitse botlhe fela.” Boeletsego ke tsietso le bontle ke boithamako, mme mosadi yo o boifang Jehofa, ene o tlaa bakwa. Mo neye papadi ya diatla tsa gagwe, mme a ditiro tsa gagwe di mmake mo dikgotleng.
”Batho go nna babedi go molemo bogolo go a le mongwe fela; gonne ba bona tuelo e e molemo ka letsapa la bone. Gonne fa ba wa, yo mongwe o tlaa kakatlolola monkane wa gagwe; mme go a bo go latlhega ene yo o leng esi fa a wa, mme a se na yo mongwe yo o mo kakatlololang. Gape fa batho ba le babedi ba robetse mmogo, foo ba jesanye bothitho; mme motho o ka nna bothitho jang fa a le esi? Mme fa motho a fenya yo o esi, ba le babedi ba tlaa mo lotlhanela; mme mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonako.
”O tshele ka boitumelo le mosadi wa gago yo o mo ratang, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gago jwa boithamako, e Modimo o e go neileng tlase ga letsatsi; ka metlha yotlhe ya boithamako jwa gago: gonne ke yone kabelo ya gago mo botshelong, le mo letsapeng le o inayang letsapa mo go lone tlase ga letsatsi.
”E re ka o sa itse tsela ya phefo, le fa e le ka fa marapo a golang ka gone mo sebopelong sa yo o moimana; fela jalo ga o itse ditiro tsa Modimo o o dirang gotlhe fela.
”O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago, metlha ya bosula e ise e be e tle, le dinyaga di ise di atamele, motlhang o tlaa buang, o re: “Ga ke na kgatlhego mo go tsone;”
”Tswelang kwa ntle, lona bomorwadia Sione, lo bone kgosi Solomone a na le serwalo sa tlhogo, se mmaagwe o se mo rwesitseng mo letsatsing la go tsaya ga gagwe, mo letsatsing la boipelo jwa pelo ya gagwe.
”Ke gone ka moo Morena ka esi o tlaa lo nayang sesupo; bonang kgarebane e tlaa ithwala, e tlaa belega ngwana wa mosimane, e tlaa mo raya leina, e re: Imanuele.
”Gonne ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: “Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.”
”Jaaka mosadi yo o moimanyana a atamela lobaka lwa gagwe lwa go belega, a le mo botlhokong, mme a gwetla ka metlotsedi ya gagwe; le rona re ne re ntse jalo fa pele ga gago, Jehofa. Re ne re ntse re le baimanyana, re ntse jaaka e kete re belege phefo fela; ga re a dira kgololo epe mo lefatsheng, le gone ga go a tsalwa banni ba lefatshe.
”Motshedi, motshedi ene, o tlaa go baka, jaaka ke dira gompieno; rra bana o tlaa itsise bana boammaaruri jwa gago.
”Ntheetsang, lona ditlhake; lo reetse, lona ditšhaba lo le kgakala; Jehofa o mpiditse ke sa le ke tswa sebopelong; ke sa le ke tswa mo maleng a ga mme o ntse a umaka leina la me.
”“A mosadi o ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang, gore a tle a se ka a tlhomogela ngwana wa sebopelo sa gagwe pelo? Ee, bao ba ka tla ba lebala, mme wena, le fa go ntse jalo ga nketla ke go lebala.
”Gonne Modiri wa gago ke ene monna wa gago; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe; le Moitshepi wa Iseraele ke ene Morekolodi wa gago; o tlaa bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe. Gonne Jehofa o go biditse jaaka mosadi yo o tlhadilweng a tlhokofetse mo moweng, e bong mosadi wa moroba fa a latlhilwe,” go bua Modimo wa gago.
”Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo.
”Ke tlaa itumela thata mo go Jehofa, mowa wa me o tlaa ipela mo Modimong wa me, ka o nkapesitse diaparo tsa poloko, o mpipile ka kobo ya tshiamo, jaaka monyadi o tle a ikgabise ka mokgabo wa ditsheše, le jaaka monyadwi a tle a ikgabise ka mekgabo ya gagwe e e tsabakelang.
”Gonne jaaka lekau le tle le nyale kgarebane, jalo bomorwao ba tlaa go nyala; le jaaka monyadi a tle a itumelele monyadwi, Modimo wa gago o tlaa itumelela wena fela jalo.
”Fela jaaka mongwe yo mmaagwe o mo gomotsang, nna ke tlaa lo gomotsa jalo; mme lo tlaa gomotsega mo Jerusalema.”
”“E rile ke ise ke go bopele mo sebopelong ka bo ke go itse, le o ise o tswe mo sebopelong ka bo ke go itshepisitse; ke go laoletse go nna moperofeti mo merafeng.”
”“Go tle go twe: “ ‘Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe, mme mosadi a tswa mo go ene, a ya a nna mosadi wa monna o sele, a monna o ka ba a boela mo go ene?’ Lefatshe leo a ga le ketla le leswefala thata? Mme wena o dirile boaka le dinyatsi di le dintsi; le fa go ntse jalo, a wa re o boela mo go nna?” go bua Jehofa.
”Ka bona jaaka e rile ke sena go tlhala Iseraele wa motenegi, le go mo naya lokwalo lwa tlhalo, fela ka ntlha ya go bo a dirile boaka, le fa go ntse jalo mogolowe wa molotsana, e bong Juta ga a ka a boifa; mme le ene a ya a akafala.
”“Bowang, lona bana ba lo tenegang,” go bua Jehofa, “gonne ke monna wa lona; mme ke tlaa lo tsaya a le mongwe fela wa motse mongwe, ba le babedi ba losika longwe, mme ke tlaa lo tlisa mo Sione.
”fa lo sa patike moeng, le lesiela, le mosadi wa motlholagadi, fa lo sa tsholole madi a a se nang molato mo felong fa, le gone lo sa sale medimo e sele morago, go tlaa lo ikutlwisa botlhoko; foo ke tlaa lo agisa mo felong fa, mo lefatsheng le ke le neileng borraeno, go tswa bogologolong go ya fela kwa bosakhutleng.
”tsayang basadi, lo bone bana ba basimane le ba basetsana; lo bo lo tseise bomorwaa lona basadi, le bomorwadia lona lo ba tseise banna, gore ba tle ba bone bana ba basimane le ba basetsana; lo ate teng lo se ka lwa ngotlega.
”E re ka o se ka wa gakologelwa metlha ya borweetsana jwa gago, mme o ntshwentse mo dilong tsotlhe tse; ka re, bona, le nna ke tlaa lere mokgwa wa gago mo tlhogong ya gago, go bua Morena Modimo, ga o ketla o dira botlhodi joo mo go godimo ga makgapha otlhe a gago.” Bona, mongwe le mongwe yo o tlhabang diane, o tlaa tlhaba seane se ka ga gago, a re: Jaaka mma motho a ntse, morwadie le ene o ntse jalo.
”Mowa o o leofang, go tlaa swa one; ngwana ga a ketla a belega boikepo jwa ga rraagwe, le rra motho ga a ketla a belega boikepo jwa ngwana; tshiamo ya mosiami e tlaa nna mo go ene, le boikepo jwa moikepi bo tlaa nna mo go ene.
”Ka raya bana ba bone mo nageng ka re: ‘Lo se ka lwa sepela mo ditaong tsa borraeno, se tlhokomeleng dikatlholo tsa bone, le fa e le go itshekolola ka medimo ya bone ya disetwa.
”Di ntse di sa re sepe ka borra le bomma mo go wena; ba diretse moeng ka patiko mo gare ga gago; ba siamololetse masiela le mosadi wa motlholagadi mo go wena.
”Le gone a ba se nyale mosadi wa motlholagadi, le fa e le mosadi yo o tlhadilweng; mme ba nyale makgarebane a losika lwa ntlo ya Iseraele, kgotsa mosadi wa motlholagadi yo e leng motlholagadi wa moperesiti mongwe.
”“Ke tlaa go ipeelela ka bosakhutleng; ee, ke tlaa go ipeelela ka tshiamo, le ka katlholo, le ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko. Ee, ke tlaa go ipeelela ka boikanyo; mme o tlaa itse Jehofa.
”Bolelelang bana ba lona ka ga sone, a bana ba lona ba bolelele bana ba bone, mme bana ba bone ba bolelele kokomana e nngwe.
”Hutsafala jaaka lekgarebana le le itlamileng ka letsela la kgetse, le hutsafalela monna wa borweetsana jwa lone.
”“Go tlaa dirala morago ga mo, go re ke thele mowa wa me mo bathong botlhe; bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tlaa perofesa, banna bagolo ba lona ba tlaa lora ditoro, makau a lona a tlaa bona diponatshegelo.
”A batho ba le babedi ba ka tsamaya mmogo, fa ba se ka ba dumalana?
”Gonne ngwana wa mosimane o tlotlolola rraagwe, ngwana wa mosetsana o tsogologela mmaagwe, le ngwetsi o tsogologela matsalaagwe, mme baba ba monna e be e le batho ba ntlo ya gagwe.
”“Jehofa wa masomosomo o buile jaana, a re: ‘Atlholang ka katlholo ya mmaanete, lo nne boutlwelobotlhoko le pelotlhomogi, mongwe le mongwe mo go ngwana a rraagwe. Lo se ka lwa patika mosadi wa motlholagadi, le fa e le masiela, le fa e le moeng, le fa e le mohumanegi; a go se nne ope wa lona yo o gopolelang ngwana a rraagwe bosula mo pelong.’
”Le fa go ntse jalo lo tle lo re: “Ka ntlha yang?” Ke ka go bo Jehofa o ne a le mosupi gare ga gago le mosadi wa bokau jwa gago, yo o mo diretseng ka bonongwane, le fa a le selekane sa gago, le mosadi wa kgolagano ya gago. A o ne a se ka a dira a le mongwe fela, le fa a ne a na le mo go setseng ga mowa? Mme e ne e le a le mongwe fela ka ntlha yang? O ne a batla losika lwa semodimo. Ke gone lo itise mo moweng wa ona, a go se nne ope yo o direlang mosadi wa bokau jwa gagwe ka bonongwane. “Gonne ke ila tlhalo,” go bua Jehofa Modimo wa Iseraele, “le ene yo o khurumetsang seaparo sa gagwe ka thubakanyo,” go bua Jehofa wa masomosomo; ke gone lo itise mo moweng, gore lo se dire ka bonongwane.
”Mme o tlaa sokololela pelo ya borrabana mo baneng ba bone, le pelo ya bana kwa go borraabo; e se re kgotsa ka tla, mme ka itaya lefatshe ka phutso.”
”Lokwalo lwa losika lwa ga Jesu Jeresete morwa Dafite, morwa Aberahame. Aberahame a tsala Isake; Isake a tsala Jakobe; Jakobe a tsala Juta le bomonnawe; Juta le Tamare ba tsala Perese le Sera; Perese a tsala Heserone; Heserone a tsala Rame; Rame a tsala Aminatabe; Aminatabe a tsala Našone; Našone a tsala Salemone; Salemone le Rahabe ba tsala Boase; Boase le Ruthe ba tsala Obete; Obete a tsala Jese; Jese a tsala Dafite kgosi. Dafite le mosadi yo o kileng a ne e le mogatsa Uria, ba tsala Solomone; Solomone a tsala Rehoboame; Rehoboame a tsala Abija; Abija a tsala Asa; Asa a tsala Jehošafate; Jehošafate a tsala Jorame; Jorame a tsala Usia; Usia a tsala Jothame; Jothame a tsala Ahase; Ahase a tsala Hesekia; Hesekia a tsala Manase; Manase a tsala Amone; Amone a tsala Josia; Josia a tsala Jekonia le bomonnawe, ka lobaka lwa go isiwa kwa Babilone. E rile morago ga go isiwa kwa Babilone, Jekonia a tsala Salathiele; Salathiele a tsala Serubabele; Serubabele a tsala Abiute; Abiute a tsala Eliakime; Eliakime a tsala Asore; Asore a tsala Satoke; Satoke a tsala Akime; Akime a tsala Eliute; Eliute a tsala Eleasare; Eleasare a tsala Mathane; Mathane a tsala Jakobe; Jakobe a tsala Josefe, monna wa ga Maria, yo o belegeng Jesu yo o bidiwang Keresete.
”Jalo ditshika tsotlhe, go simolola ka Aberahame go tla go fitlha mo go Dafite, ke ditshika di le 14; go tswa mo go Dafite go tla go fitlha mo lobakeng lwa go isiwa kwa Babilone, ke ditshika di le 14; le go tswa mo lobakeng lwa go isiwa kwa Babilone go tla go fitlha mo go Keresete, ke ditshika di le 14.
”Jaana go tsalwa ga Jesu Keresete ga nna jaana: E rile Maria mmaagwe a sena go beelelwa ke Josefe, ba ise ba kopane, a fitlhelwa a ithwele ga Mowa o o Boitshepo. Mme Josefe monna wa gagwe, ka a le mosiami, mme a sa rate go mo senola, go mo tlhabisa ditlhong, a nna le mogopolo wa go mo tlhalela mo sephiring. Mme ya re a akanya jalo, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go ene ka toro, a re: “Josefe morwa Dafite, se boife go tsaya Maria mosadi wa gago, gonne go ithwala ga gagwe ke ga Mowa o o Boitshepo. O tlaa bona ngwana wa mosimane; mme o tlaa mo raya leina o re, Jesu; gonne ke ene yo o tlaa gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.” Jaana gotlhe mo go dirafetse, gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke Morena ka moperofeti fa a re: “Bonang, kgarebane e tlaa ithwala, mme e tlaa bona ngwana wa mosimane, mme ba tlaa mo raya leina ba re, Imanuele,” ke gore: “Modimo o mo go rona” fa go phuthololwa. Mme Josefe a tsoga mo borokong, a dira jaaka moengele wa Morena a mo laile, a tsaya mosadi wa gagwe; mme a se ka a mo itse, ga tsamaya a bona ngwana wa mosimane pele, mme a mo raya leina a re, Jesu.
”Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.
”mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo. Ke gone, fa o isa neo ya gago o le fa sebesong, mme e re o le foo o bo o gakologelwa fa wa gaeno a na le sengwe nao, tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye o letlane le wa gaeno pele, foo o itse go tla o isa neo ya gago.
”“Le gone go ne go tulwe: ‘Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a mo neye lokwalo lwa go mo tlhala.’ Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme le fa e le mang yo o tlaa mo nyalang a sena go tlhalwa o dira boaka.
”Kgotsa go na le monna ofe mo go lona yo e ka reng fa morwawe a mo lopa senkgwe, a mo naya lentswe? Kgotsa fa a lopa tlhapi, a mo naya noga? Ke gone fa e le gore lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa naya ba ba mo lopang dilo tse di molemo?
”“Lo se ka lwa gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng; ga ke a tla go lere kagiso, fa e se tšhaka fela. Gonne ke tsile go lotlhanya monna le rraagwe, motsetsana le mmaagwe le ngwetsi le matsalaagwe; le baba ba motho e tlaa nna bone ba ntlo ya gagwe. “Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela.
”Mme ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a swafala; le motse mongwe le mongwe, le fa e le ntlo e e ikgaogantseng ga e ka ke ya ema;
”Ya re a sa ntse a bua le batho ba bantsintsi, bonang, mmaagwe le bomonnawe ba bo ba emetse kwa thoko, ba eletsa go bua nae. Mongwe a mo raya a re: “Bona, mmaago le bomonnao ba eme kwa ntle, ba eletsa go bua nao.” Mme a fetola yo o mmoleletseng a re: “Mme ke mang? Le bonnake ke bomang?” A otlolola letsogo a supa barutwa a re: “Bonang mme le bonnake. Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong, ke ene nnake, le kgaitsadiake, le mme.”
”A yo ga se morwa mmetli wa dikgong? A mmaagwe ga se Maria? Le bomonnawe a ga se boJakobe, le Josefe, le Simone le Jutase? Le bokgaitsadie a ga re na nabo botlhe? Ana monna yo o a ba a tshotse kae dilo tsotlhe tse?” Mme ba kgopega ka ga gagwe, mme Jesu a ba raya a re: “Moperofeti ga a ke a tlhoka tlotlo, fa e se mo lefatsheng la ga gabo, le mo ntlong ya gagwe.”
”Gonne Modimo o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago,’ gape: ‘Yo o buang bosula ka ga rraagwe, le fa e le mmaagwe a a swe ruri.’ Mme lona lwa re: ‘Le fa e le mang yo o tlaa rayang rraagwe, le fa e le mmaagwe a re: Se o ka bong o thusiwa ke nna ka sone, se abetswe Modimo;’ a sa tlotle rraagwe le fa e le mmaagwe. Lo bo lo dirolotse lefoko la Modimo ka ntlha ya mekgwa ya lona.
”Mme a ipiletsa ngwanyana, a mmaya fa gare ga bone. Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, fa lo sa sokologe, lwa nna jaaka banyana, ga lo ketla lo tsena mo bogosing jwa legodimo ka gope. Ke gone le fa e le mang yo o tlaa ingotlang jaaka ngwanyana yo, ke ene yo o leng mogolo bogolo mo bogosing jwa legodimo. Mme le fa e le mang yo o tsholang ngwanyana mongwe yo o ntseng jalo, ka leina la me, o tshola nna. “Le fa e le mang yo o tlaa kgopisang mongwe wa ba babotlana ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, a ba a thabuediwa mo matenyeng a lewatle.
”“Lo bone, gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke a lo raya ka re, kwa legodimong baengele ba bone ba lebile ka metlha yotlhe sefatlhogo sa ga Rre yo o kwa legodimong.
”“Fa wa gaeno a go leofetse, ya o mo kaele molato wa gagwe lo le babedi fela; e tlaa re fa a go utlwile o tlaa bo o gapile wa gaeno.
”Foo ga tla Petere a mo raya a re: “Morena, kana wa gaetsho o ka nteofela gakae, mme ke ntse ke mo itshwarela; a ke gasupa?” Jesu a mo raya a re: “Ga ke go reye ke re e nne gasupa; ka re, e nne ga 70 gasupa.
”Ga tla Bafarisai kwa go ene, ba mo lalela, ba re: “A go letleletswe monna go tlhala mosadi wa gagwe ka ntlha ya sengwe le sengwe?” Mme a ba fetola a re: “A ga lo ise lo ke lo bale fa yo o ba dirileng mo tshimologong a ba dirile nona le tshadi, a ba a re: ‘Ke gone ka moo, motho o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela?’ Jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe fela. Ke gone se se kopantsweng ke Modimo, a se se kgaoganngwe ke motho.” Ba mo raya ba re: “Mme e le foo Moše a ba a reng, fa a laola gore go ntshiwe lokwalo lwa tlhalo, mme go tlhalwe mosadi?” A ba raya a re: “Moše a lo leseletsa go tlhala basadi ba lona ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona; mme go tswa kwa tshimologong ga go a nna jalo. Le nna ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, mme a nyala yo mongwe, o dira boaka; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o dira boaka.” Barutwa ba mo raya ba re: “Fa monna a ntse jalo le mosadi wa gagwe, go bo go se molemo go nyala.”
”Foo ga tlisiwa banyana kwa go ene, gore a ba beye diatla, mme a rapele; mme barutwa ba ba kgalemela. Mme Jesu a re: “Lesang banyana, se ba itseng go tla kwa go nna, gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jaolo.”
”Mme mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo, le fa e le bomorwa rraagwe, le fa e le bokgaitsadie, le fa e le rraagwe, le fa e le mmaagwe, (le fa e le mosadi,) le fa e le bana, le fa e le masimo, ka ntlha ya leina la me, o tlaa amogela galekgolo, mme o tlaa rua botshelo jo bo sa khutleng.
”Ba mo raya ba re: “A o a utlwa se ba se buang ba?” Jesu a ba raya a re: “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale fa go reng: ‘O lekantse pako ka a a tswang melomong ya banyana, le ba ba anyang?’ ”
”“Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le kgosi nngwe e e kileng ya direla morwa yone modiro wa nyalo. Ya roma batlhanka ba yone go bitsa ba ba kileng ba lalelediwa modiro wa nyalo, mme ba nna ba gana go ya. Gape a roma batlhanka ba bangwe a re: ‘Rayang ba ba laleditsweng lo re: Bonang, ke baakantse modiro wa me; dipholo tsa me le tse di nonneng di tlhabilwe, dilo tsotlhe di baakantswe; tlang modirong wa nyalo.’
”Ke gone yang kwa marakanelong a ditsela, mme botlhe ba lo tlaa ba fitlhelang, lo ba reye lo re ba tle modirong wa nyalo.’ Batlhanka bao ba tswela kwa ditseleng, ba phutha botlhe ba ba ba fitlhelang, ba ba bosula le ba ba molemo; mme ba ba laleditsweng ba tlala ka ntlo ya modiro. “E rile kgosi e tsena e tla go bona balalediwa, ya bona motho teng yo o sa aparang seaparo sa nyalo. Mme ya mo raya ya re: ‘Tsala, o tsenye jang fano o se na seaparo sa nyalo?’ Mme a tlhoka se o se buang.
”Ya re ka tsatsi leo fela ga tla kwa go ene Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi. Ba mmotsa, ba re: “Moruti, Moše o rile, fa motho a swa, a se na bana, a morwa rraagwe a nyale mosadi wa gagwe, a tsosetse morwa rraagwe losika. Jaana go kile ga ne go le banna basupa mo go rona, e le bana ba monna, mme wa ntlha a nyala, a ba a swa; ka a se na ngwana a tlogelela monnawe mosadi wa gagwe. Ga nna fela jalo le wa bobedi, le wa boraro, go ya kwa go wa bosupa. Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa. Mme e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, o tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone boo basupa, gonne ba ne ba nna nae botlhe fela?” Mme Jesu a ba fetola a re: “Lo a timela ka lo sa itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo, gonne e tlaa re mo go tsogeng ga baswi ba bo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalo, mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong. Ka ga go tsoga ga baswi, a ga lo ise lo bale se se kileng sa buiwa le lona ke Modimo, wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, Modimo wa ga Jakobe?’ Modimo ga se Modimo wa baswi, fa e se wa batshedi fela.”
”Lo se ka lwa bitsa ope rraeno mo lefatsheng; gonne Rraeno o mongwe fela yo o kwa legodimong.
”Gonne jaaka go ne ga nna mo metlheng eo ya pele ga morwalela, ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba newa nyalong, go tla go fitlha mo tsatsing le Noa o tsenyeng mo ntlong e e kokobalang ka lone.
”“Foo bogosi jwa legodimo bo tlaa tshwantshiwa le makgarebane a a lesome, a a kileng a tsaya dipone tsa one, a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi.
”le Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe Jakobe, bone a ba okeletsa leina a re, “Boaneregese”, ke go re: “Bomorwa tumo ya maru”;
”Ntlo le yone fa e ikgaogantse, ntlo eo ga e ketla e nonofa go ema.
”Mme ga tla mmaagwe le bomonnawe; ya re ba eme kwa thoko, ba roma kwa go ene, ba mmitsa. Bontsi jwa batho jwa bo bo dutse bo mo dikanyeditse; mme ba mo raya ba re: “Bona, mmaago le bomonnao ba emetse kwa thoko ba a go batla.” Ene a ba fetola a re: “Mme e mang le bonnake ke bomang?” A kobakoba ba ba dutseng ba mo dikanyeditse a re: “Bonang, mme le bonnake ke ba! Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Modimo, ene ke nnake le kgaitsadiake, le mme.”
”A ga se ene mmetli wa dikgong, morwa Maria, mogoloa boJakobe, le Josefe, le Jutase, le Simone? Le bokgaitsadie a ga se bone ba re nang nabo fa?” Mme ba kgopega mo go ene. Jesu a ba raya a re: “Moperofeti ga a ke a tlhoka tlotlo, fa e se mo lefatsheng la ga gabo, le mo losikeng lwabo, le mo ntlong ya gagwe.”
”Gonne Moše o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago;’ gape a re: ‘Yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe, ruri a a swe.’ Lona lo a tle lo re: ‘Fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re: Se o ka bong o thusiwa ke nna ka sone e bile ke Korebana, ke go re, Se abetswe Modimo; lo bo lo sa tlhole lo mo leseletsa go direla rraagwe kgotsa mmaagwe sepe;’ mme lo dira lefoko la Modimo lolea fela ka mekgwa ya lona e lo e bolelang, le dilo tse dintsi tse di ntseng jalo lo a di dira.”
”Mme a tsaya ngwanyana, a mmaya fa gare ga bone; a mo tsaya mo mabogong a gagwe; a ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlaa tsholang mongwe wa banyana ba ba ntseng jaana, ka leina la me, o tshola nna; le gone le fa e le mang yo o tsholang nna, ga a tshole nna, o tshola ene yo o nthomileng.”
”“Mme le fa e le mang yo o tlaa kgopang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng.
”Ga tla Bafarisai kwa go ene, ba mmotsa ba re: “A monna o letleletswe go tlhala mosadi wa gagwe?” Mme ba bo ba mo lalela. A ba fetola a re: “Moše o lo laotse a reng?” Ba re: “Moše o ne a re leseletsa go kwala lokwalo lwa tlhalo, le go tlhala mosadi.” Mme Jesu a ba raya a re: “Moše o ne a lo kwalela taolo e ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona. E sa le ka tshimologo ya tlholego, go twe: ‘O ba bopile nona le tshadi.’ ‘Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela; jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe fela.’ Ke gone, a motho a se kgaoganye tse Modimo o di kopantseng.” Ya re mo ntlong barutwa ba mmotsa gape ka ga selo se. A ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o a mo akafalela; mme fa mosadi ka esi a tlhala monna wa gagwe, a nyalwa ke o sele, o dira boaka.”
”Ba lere banyana kwa go ene gore a ba ame, mme barutwa ba ba kgalemela. Ya re Jesu a bona jalo, a gakatsega thata, a ba raya a re: “Lesang banyana ba tle kwa go nna, lo se ka lwa ba itsa, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone gope.” Mme a ba tsaya mo mabogong a gagwe, a ba segofatsa, ka go ba baya diatla.
”Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, o se ka wa tsietsa, tlotla rraago le mmaago.’ ”
”Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go motho ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa bomorwa rraagwe, kgotsa bokgaitsadie, kgotsa mmaagwe, kgotsa rraagwe, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, yo o se ketlang a bona ga lekgolo, le jaana mo lobakeng lono, e bong matlo, le bomorwa rraagwe, le bokgaitsadie, le bommaagwe, le bana, le masimo, di na le dipogiso; mme mo lefatsheng le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng.
”ba mmotsa ba re: “Moruti, Moše o re kwaletse a re, fa morwa rramotho a swa, a tlogela mosadi, mme a sa tlogele ngwana, morwa rraagwe a tseye mosadi wa gagwe, a tsosetse morwa rraagwe losika. Go kile ga ne go le bomorwa monna ba supa; wa ntlha a tsaya mosadi, mme a swa, a sa tlogele losika; wa bobedi a tsaya mosadi yoo, mme a swa, a sa tlogele losika; le mo go wa boraro ga nna jalo. Le ka bosupa jwa bone ba se ka ba tlogela losika. Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa. Ana e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone, gonne ba ne ba mo nyetse boo basupa?” Jesu a ba raya a re: “A ga se gone ka fa lo timelang ka teng, ka lo sa itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo? Gonne e tlaa re ba tsoga mo baswing boo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalong; mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong. Mme ka ga baswi, fa ba tsosiwa; a ga lo a bala mo lokwalong lwa ga Moše, fa go bolelwang ka ga setlhare teng, ka fa Modimo o buileng nae ka teng wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake le wa ga Jakobe’?
”Mme morwa rramotho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, le rra motho ngwana wa gagwe; le bana ba tlaa tsogolegela batsadi ba bone, ba dira gore ba bolawe.
”Mme moengele a mo raya a re: “Sakaria, o se ka wa boifa gonne thapelo ya gago e utlwilwe; mme mosadi wa gago Elisabethe o tlaa bona ngwana wa mosimane nao; mme o tlaa mo raya leina o re, Johane. O tlaa nna le boitumelo le boipelo; le batho ba le bantsi ba tlaa itumelela go tsalwa ga gagwe. Gonne o tlaa nna mogolo mo ponong ya Morena; ga a ketla a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng; mme o tlaa tlala Mowa o o Boitshepo le a sa tswa sebopelong sa ga mmaagwe. Bana ba le bantsi ba Iseraele o tlaa ba sokololela mo go Morena Modimo wa bone. O tlaa mo etelela pele ka mowa le ka nonofo ya ga Elija, go sokololela dipelo tsa borara mo baneng, le ba ba sa utlweng go sepela mo botlhaleng jwa basiami; go baakanyetsa Morena sešaba se o se etleeleditsweng.”
”Jaana e rile ka kgwedi ya borataro, moengele Gaberiele a rongwa ke Modimo kwa motseng wa Galilea, o o bidiwang Nasaretha. A ya kwa kgarebaneng e e beeletsweng ke monna yo o bidiwang Josefe, wa ntlo ya ga Dafite; leina la kgarebane e ne e le Maria. Moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela wena yo o sego thata, Morena o na nao: (O sego mo basading).” Maria a fuduiwa thata ke lefoko la gagwe, mme a akanya tumediso e, gore e ka ne e le e e ntseng jang. Moengele a mo raya a re: “O se ka wa boifa Maria; gonne o bonye lesego mo Modimong. Bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa mosimane, o tlaa mo raya leina o re, Jesu. O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.” Mme Maria a raya moengele a re: “Mo go tlaa nna jang, ka ke sa itse monna?” Mme moengele a mo fetola a re: “Morwa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimodimo e tlaa go tshutifalela; ke gone le sone seo se se boitshepo se o tlaa se belegang, se tlaa bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.
”Ga dirala ya re Elisabethe a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe; Elisabethe a tlala Mowa o o Boitshepo; mme a bua ka lentswe le legolo a re: “O sego mo basading, go bile go sego loungo lwa sebopelo sa gago. Mme mo, go ntswela kae, fa e bo jaana mma Morena wa me a ka tla mo go nna jaana? Gonne bona, e re lentswe la tumediso ya gago le tsena fela mo ditsebeng tsa me, ngwana a bo a tlola ka boitumelo mo sebopelong sa me.
”Josefe le ene a tlhatloga kwa Galilea, a tswa motseng wa Nasaretha, a ya kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafite, o o bidiwang Bethelehema; ka a le wa kgotla le wa losika lwa ga Dafite; a ya go kwalwa le Maria, mosadi yo o mmeeleditseng, a bile a le moimana. Ga dirala ya re ba sa le gone, ga fitlha malatsi a o tlaa belegang ka one. Mme a bona ngwana wa mosimane wa ntlha wa gagwe, mme a mo phuthela ka matsela, a mmaya mo bojelong jwa dipitse; gonne go ne go se na bonno mo ntlong ya baeti.
”E rile malatsi a a 8 a go rupisa ngwanyana a sena go feta, ya bo leina la gagwe le bidiwa JESU, le o le reilweng ke moengele gale a ise a ingwe mo sebopelong. E rile malatsi a bontlafatso jwa bone a sena go feta, ka fa molaong wa ga Moše, ba mo isa kwa Jerusalema go mo neela Morena; jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena ga twe: “Mosimane mongwe le mongwe wa ntlha o tlaa bidiwa boitshepelo Morena;”
”Mme ya re ba mmona, ba gakgamala; mmaagwe a mo raya a re: “Morwaaka, o ne o re direlelang jalo? Bona, rraago le nna re go batlile ka bohutsana.” Ene a ba raya a re: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse fa ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?” Mme ba se ka ba tlhaloganya lefoko le o le buang nabo. Mme a fologa nabo, a fitlha mo Nasaretha, mme a nna a ba utlwa, mme mmaagwe ene a boloka dipolelo tsotlhe tse mo pelong ya gagwe.
”Jesu ka esi o rile a simolola go ruta, a bo a le e ka ne e le dinyaga di le 30 mme, jaaka go ne go gopolwa, ya bo e le morwa Josefe, morwa Heli, morwa Mathate, morwa Lefi, morwa Meleki, morwa Janai, morwa Josefe, morwa Matathie, morwa Amose, morwa Nahume, morwa Eseli, morwa Nagai, morwa Maathe, morwa Matathiase, morwa Semeine, morwa Joseke, morwa Jote, morwa Joanane, morwa Rese, morwa Serubabele, morwa Shealetiele, morwa Neri, morwa Meleki, morwa Adi, morwa Kosame, morwa Elematame, morwa Ere, morwa Jesua, morwa Eliesere, morwa Jorime, morwa Mathate, morwa Lefi, morwa Simeone, morwa Jutase, morwa Josefe, morwa Joname, morwa Eliakime, morwa Melea, morwa Menne, morwa Matathe, morwa Nathane, morwa Dafite, morwa Jese, morwa Obete, morwa Boase, morwa Salamone, morwa Našone, morwa Aminatabe, morwa Arani, morwa Heserone, morwa Perese, morwa Juta, morwa Jakobe, morwa Isake, morwa Aberahame, morwa Tera, morwa Nahore, morwa Saruge, morwa Reu, morwa Pelege, morwa Ebere, morwa Shela, morwa Kainane, morwa Arefekesate, morwa Sheme, morwa Noa, morwa Lameke, morwa Methusela, morwa Enoke, morwa Jarete, morwa Mahalalele, morwa Kainane, morwa Enose, morwa Sethe, morwa Atame, morwa Modimo.
”Ga tla kwa go ene mmaagwe le bomonnawe, mme ba retelelwa ke go fitlha fa go ene ka ntlha ya bontsi jwa batho. A bolelelwa ke bangwe ba re: “Mmaago le bomonnao ba emetse kwa thoko, ba eletsa go go bona.” A ba fetola a re: “Mme le bonnake ke ba ba utlwang lefoko la Modimo, mme ba le dira.”
”Ke ofe wa lona yo o ka reng e le rrabana, mme fa morwawe a mo lopa senkgwe, o ka mo naya lentswe? Kgotsa fa a lopa tlhapi, o ka mo naya noga mo boemong jwa tlhapi? Gongwe fa a lopa letsae a o ka mo naya phepheng? Ke gone, fa lona lo le bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo; bogolo jang Rraeno wa legodimo o tlaa naya ba ba mo lopang Mowa o o Boitshepo.”
”Ba tlaa kgaogana: Rra motho a ganele le morwawe, le morwa a ganele le rraagwe; mma motho a ganele le morwadie, le morwadi a ganele le mmaagwe; matsala a motho a ganele le ngwetsi ya gagwe; ngwetsi le matsalaagwe.”
”“Fa motho, le fa e le mang, a tla kwa go nna, mme a sa nthate bogolo go rraagwe, le mmaagwe, le mosadi wa gagwe, le bana, le bana ba ga rraagwe ba basimane, le ba basetsana, ee, le jone botshelo jwa gagwe, ga a ka ke a nna morutwa wa me. Le fa e le mang yo o sa sikareng mokgoro o e leng wa gagwe, mme a ntshala morago, ga a ka ke a nna morutwa wa me.
”Mme a re: “Monna mongwe o ne a na le bana ba basimane ba le babedi. Yo mmotlana wa bone a raya rraagwe a re: ‘Rra, nnaya mo e neng e tlaa nna ga me ga boswa.’ Mme a ba kgaoganyetsa dilo tse o tshelang ka tsone. Mme ya re malatsi a ise a fete a le mantsi morago ga moo, ngwana yo mmotlana a phutha gotlhe, a etela kwa lefatsheng le le kgakala, mme a le gone a senya dilo tsa gagwe mo ditlhapelong tsa bofafalele. Ya re a sena go di fedisa tsotlhe fela, ga wela mmopamo o mogolo thata mo lefatsheng leo; mme a simolola go nna mo pitlaganong. Mme a ya a ineela mo go mongwe monni wa lefatshe leo, mme ene a mo isa kwa nageng ya gagwe gore a otlele dikolobe teng. Mme a eletsa a ka bo a ka kgora moroko o o jewang ke dikolobe; mme a se ka a fiwa ke ope. Mme e rile a itharabologelwa a re: ‘Kana batlhanka ba ba thapilweng ba ga rre ba bantsi jang, ba na le dijo tse di lekanyeng di ba di sala, mme nna ke swela fano ka tlala. Ke tlaa nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago; ka moo ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao; ntira jaaka mongwe wa batlhanka ba gago ba ba thapilweng.’ “Mme a nanoga, a tla kwa go rraagwe. Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, mme a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ya a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla. Mme morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago, ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’ Rraagwe a raya batlhanka a re: ‘Ntshang seaparo se sentlentle ka bonako, lo se mo apese; lo mo rwese mohitsana mo letsogong, le ditlhako mo dinaong; lereng namane e e nonneng, lo e tlhabe; mme a re jeng, re dire mokete o mogolo; gonne yo morwaake o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Ba simolola go dira mokete.
”“Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o dira boaka; le yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe, le ene o dira boaka.
”Itiseng: E re fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele. Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a nna a boela mo go wena gasupa ka letsatsi a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele fela.”
”Le gone ba lere kwa go ene banyana ba bone ba bannyennyane, gore a ba ame. Ya re barutwa ba bona jalo, ba ba kgalemela. Mme Jesu a ba bitsa gore ba ye kwa go ene, a re: “Lesang banyana, ba tle mo go nna; lo se ka lwa ba itsa; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone ka gope.”
”A ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa mosadi, kgotsa bana ba ga rraagwe, kgotsa batsadi, kgotsa bana, ka ntlha ya bogosi jwa Modimo, yo o se ketlang a bona bogolo jo bo feteletseng mo motlheng ono, le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.”
”Foo ga tla kwa go ene bangwe ba Basadukai, ba ba latolang go tsoga ga baswi; ba mmotsa ba re: “Moruti, Moše o re kwaletse a re, fa morwa rraamotho a swa, a na le mosadi, mme fa a se na ngwana, morwa rraagwe yo mongwe a tseye mosadi wa gagwe, go tsosetsa morwa rraagwe yo o suleng losika. Jaana go kile ga ne go le bomorwa motho ba supa; wa ntlha a tsaya mosadi, mme a swa a se na ngwana; le wa bobedi a tsaya mosadi yoo, le wa boraro a mo tsaya; le boo ba supa, ga nna fela jalo; ba swa fela ba sa tlogele ngwana ope. Mme morago mosadi le ene a swa. Ke gone, e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone? Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe ka bosupa jwa bone.” Jesu a ba fetola a re: “Bana ba lefatshe leno ba a nyala, ba neelwa nyalong; mme ba ba kaiwang ba tshwanetse go bona lefatshe lele, le go tsoga ga baswi, ga ba nyale, le gone ga ba neelwe nyalong;
”Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe, e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo.
”E rile ka tsatsi la boraro, ga bo go le nyalo kwa Kana wa Galilea; mme mma Jesu a bo a le teng;
”Yo o nang le monyadwi ke monyadi; mme tsala ya monyadi, yo o emeng a mo utlwa, o itumelela lentswe la monyadi thata; ke gone boitumelo jo jwa me bo diretse. Ene o na le go gola, mme nna ke na le go ngotlafala.
”Jesu a mo raya a re: “Ya o bitse monna wa gago, mme o tle kwano.” Mosadi a mo fetola a re: “Ga ke na monna.” Jesu a mo raya a re: “O buile sentle, wa re ga o na monna; gonne o kile wa ne o na le banna ba le batlhano; mme yo o nang nae gompieno ga se monna wa gago; moo o boletse ka boammaaruri.”
”Jalo rraagwe a itse fa e ne e le ka nako e Jesu o mo reileng ka yone a re: “Morwao o tshedile;” mme go le ene le ba ntlo ya gagwe, ba dumela botlhe fela.
”Ba re: “Yo, a ga se Jesu morwa Josefe, yo borraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang gompieno, a re: ‘Ke fologile ke tswa legodimong’?”
”Ya re a feta, a bona motho yo o sa leng a tsalwa a foufetse. Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Rabi, go ne go leofile mang, a monna yo, kgotsa batsadi ba gagwe, fa e bo ne ne a tsetswe a foufetse?” Jesu a ba fetola, a re: “Go ne go sa leofa monna yo, le fa e le batsadi ba gagwe; e ne e le gore ditiro tsa Modimo di tle di bonadiwe mo go ene.
”“Ga nketla ke lo tlogela lo le masiela fela; ke tlaa tla kwa go lona.
”Mosadi o na le bohutsana a le mo go belegeng, ka gobo lobaka lwa gagwe lo tsile; mme e a re a sena go belega ngwana, o a ba a sa tlhole a gakologelwa botlhoko, ka boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng.
”Fa mokgorong wa ga Jesu ga bo go eme mmaagwe, le monnaa mmaagwe, e bong Maria mogatsa Keleopase, le Maria Magetalene. Ya re Jesu a bona mmaagwe, le morutwa yo o mo ratang a eme teng, a raya mmaagwe a re: “Mosadi bona morwao!” Foo a raya morutwa yoo a re: “Bona mmaago!” Mme e sa le ka lobaka loo morutwa yoo a mo tshola, a ya go nna kwa ga gagwe.
”Botlhe ba, ba nnela ruri ka bongwe fela jwa pelo mo thapelong, ba na le basadi, le Maria mma Jesu, le bomonnawe Jesu.
”“ ‘Go tlaa dirala mo metlheng ya bofelo, go bua Modimo, wa re: Ke tlaa gorometsa Mowa wa me mo nameng yotlhe, bomorwaa lona le bomorwadia lona ba tlaa perofesa, le makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le bannabagolo ba lona ba tlaa lora ditoro;
”Gonne lefoko la tsholofetso le raya lona le bana ba lona, le botlhe ba ba kwa kgakala, e bong botlhe ba Morena Modimo wa rona o tlaa ba ipiletsang.”
”E le motho yo o dumelang, le yo o boifang Modimo, le ka botlhe ba ntlo ya gagwe, yo o bileng a fa batho thata, a rapela Modimo ka metlha yotlhe.
”yo o tlaa buang nao mafoko a o tlaa bolokwang ka one, wena le botlhe ba ntlo ya gago.’
”E rile a sena go kolobediwa, le ba ntlo ya gagwe, a re rapela a re: “Fa lo nkaile ke le boikanngo mo Moreneng, lo tle mo ntlong ya me, mme lo nne teng.” Mme a re patelela.
”Ba re: “Dumela mo go Morena Jesu, mme o tlaa bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.” Ba bua lefoko la Morena nae le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe. A ba tsaya ka lobaka loo lwa bosigo, a tlhatswa dintho tsa bone; mme a akofa a kolobediwa, ene le ba gagwe botlhe fela. A ba ise mo ntlong ya gagwe, a ba fa dijo, a itumela thata, le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka ba dumetse mo Modimong.
”Gonne mosadi yo o nang le monna, o golegeletswe ke molao mo monneng wa gagwe, monna a sa ntse a tshedile; mme fa monna a sule, o golotswe mo molaong wa monna. Jalo, fa a nyalwa ke monna o sele, monna wa gagwe a sa ntse a tshedile, o tlaa bidiwa moakafadi; mme fa monna a sule, o golotswe mo molaong; mme le fa a nyalwa ke monna o sele o a ba a se moakafadi.
”Gonne botlhe ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo, ke bana ba Modimo. Gonne ga lo a amogela Mowa wa botlhanka go tla lo boifa gape; mme lo amogetse mowa wa bongwana, o re bitsang ka one re re: “Aba,” ke go re: “Rara.” Mowa ka osi o supa le mowa wa rona fa re le bana ba Modimo. Mme fa re le bana, foo re baruaboswa; re baruaboswa ba Modimo, re baruaboswa mmogo le Keresete; ke raya fa re bogisiwa nae, gore le gone re tle re galalediwe nae.
”Gonne tlhologelelo ya lobopo e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo. Gonne lobopo lo ne lo beilwe mo taolong ya boithamako, e seng ka go rata ga lona, mme e le ka ntlha ya one o o lo beileng mo taolong, ka tsholofelo ya go re, lobopo le lone lo tlaa gololwa mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo. Re a itse fa lobopo lotlhe lo ntse lo fegelwa, le gompieno, lo mo botlhokong jo e keteng jwa pelego.
”Gonne jaaka re na le ditokololo di le dintsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ditokololo tsotlhe di se tiro nngwe fela; jalo le rona ba re leng bantsi, re mmele mongwe fela mo go Keresete, mme mongwe le mongwe ke tokololo ya yo mongwe.
”Jaana ka ga dilo tse lo kwadileng ka ga tsone; go molemo mo monneng gore a se ka a ama mosadi. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maakafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe. A monna a neele mosadi tshwanelo ya gagwe; mosadi le ene a direle monna jalo. Mosadi ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se monna fela; go ntse jalo, monna ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se mosadi fela. Lo se ka lwa ikgogonelana, fa e se ka go dumalana ka sebaka, gore lo tle lo ineele mo thapelong, lo itse go ba lo kopana gape, gore Satane a se bone kgoro ya go lo raela ka go retelelwa ga lona ke go itshoka. Golo mo, ke go ipoledisa fela, ke sa re ke buisiwa ke taolo. Le fa go ntse jalo ke rata batho botlhe ba ka bo ba ntse fela jaaka nna. Motho mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang Modimong, mongwe ka mokgwa o, yo mongwe ka o sele.
”Ke raya ba ba iseng ba nyale, le basadi ba batlholagadi, ka re, go ka nna molemo mo go bone fa ba nna fela jaaka nna. Mme fa ba retelel wa ke go itshoka, a ba nyale; gonne go molemo go nyala bogolo go go babalelwa. Ba ba nyalanyeng ke a ba laya, mme e be e se nna, e le Morena, gore a mosadi a se tlogele monna wa gagwe. Mme fa a mo tlogela, a a nne fela a sa nyalwe; fa go sa nna jalo, a a letlane le monna wa gagwe; gape monna a se tlogele mosadi wa gagwe.
”Ba bangwe ba rewa ke nna, e seng Morena, go re, fa monna yo e leng modumedi a na le mosadi yo o sa dumeleng, fa mosadi a itumela go aga nae, monna a se mo tlogele. Le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, fa monna a itumela go aga nae, a mosadi a se tlogele monna wa gagwe. Gonne monna yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka mosadi, le mosadi yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka monna yo o leng modumedi; fa go ne go sa nna jalo bana ba lona ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile. Le fa go ntse jalo fa yo o sa dumeleng a tsamaya, a a tsamaye; go le monna wa modumedi, go le mosadi wa modumedi, ga ba mo kgolegong ka mo go ntseng jalo; mme Modimo o re biditse gore re nne mo kagisong. Gonne wena mosadi, o itse jang fa e tlaa re gongwe o se ketla o boloka monna wa gago? Le wena monna, o itse jang fa e tlaa re gongwe o se ketla o boloka mosadi wa gago?
”Jaana ka ga makgarebane ga ke na taolo ya Morena, mme ke atlhola jaaka mongwe yo o bonyeng boutlwelobotlhoko mo Moreneng, gore ke nne boikanngo. Ka re, ke gopola gore go molemo ka ntlha ya pitlagano ya gompieno; ka re, go molemo mo mothong go nna jaaka a ntse. A o golagantswe le mosadi? O se ka wa batla go gololwa. A o golotswe mo mosading? Se batle mosadi. Le fa o ka nyala, o tlaa bo o sa leofa; le fa kgarebana e ka nyalwa, e tlaa bo e sa leofa. Le fa go ntse jalo, ba ba ntseng jalo, ba tlaa bona pitlagano mo nameng; mme ke ne ke rata go lo rekegela. Ke bua lefoko le, bagaetsho, ke re, lobaka lo khutshwafetse, gore e tle e re mo lobakeng lo lo tlang, go le ba ba nang le basadi ba nne jaaka fa ba ka bo ba se na nabo;
”Ke rata lwa bo lo se na ditlhodiego. Yo o sa nyalang o tlhokometse dilo tsa Morena, ka fa o ka kgatlhang Morena ka teng. Mme yo o nyetseng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang mosadi wa gagwe ka teng. Go bile go na le tshwanologo mo mosading yo o nyetsweng le kgarebane. Yo o sa nyalwang o tlhokometse dilo tsa Morena, gore a nne boitshepo mo mmeleng le mo moweng; mme yo o nyetsweng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang monna wa gagwe ka teng. Ke bua jalo go lo thusa; e seng gore ke lo thaise ka kgole, mme e le gore ke lo gopodise se se tshwanetseng, le gore lo direle Morena ka mo go sa akgaakgegeng.
”Fa motho mongwe a gopola gore o direla ngwana wa gagwe wa kgarebane ka fa go sa tshwanelang, fa a tlodilwe ke lobaka lwa gagwe lwa go nyalwa; mme fa go tshwanetse jalo, a a dire ka fa o ratang ka teng; ga a leofe; a ba nyalane. Yo o tlhomameng mo pelong ya gagwe, a sa pitlaganngwe ke sepe, mme a na le boitaolo ka ga go rata ga gagwe, fa a tlhomamisitse mo pelong ya gagwe gore o tlaa ikganelela ngwana wa gagwe wa kgarebane, o tlaa bo a dira sentle. Jalo go le yo o neelang ngwana wa gagwe wa kgarebane nyalo, o dira sentle; mme yo o sa mo neeleng nyalo, o tlaa bo a dira sentle bogolo. Mosadi yo o nyetsweng o golegilwe ka lobaka lo monna wa gagwe o sa tshedileng ka lone; mme fa monna a sule o golotswe, o ka nyalwa ke yo o mo ratang; mme e be e le mo Moreneng fela. Ka fa tshekatshekong ya me, o tlaa bona boitumelo bogolo fa a nna jaaka a ntse; mme ke a gopola gore Mowa wa Modimo le one o na le nna.
”Mme ke rata gore lo itse fa tlhogo ya monna mongwe le mongwe e le Keresete; le tlhogo ya mosadi ke monna; le tlhogo ya ga Keresete ke Modimo. Monna mongwe le mongwe yo o rapelang, kgotsa a ruta a rwele mo tlhogong, o tlotlolola tlhogo ya gagwe. Mosadi mongwe le mongwe yo o rapelang, kgotsa a ruta, tlhogo ya gagwe e bipologile o tlotlolola tlhogo ya gagwe, gonne go tshwana fela jaaka a ka bo a beotswe. Gonne fa mosadi a sa ipipe tlhogo, le gone a kutwe; mme fa e le ditlhong mo mosading go kutwa, le fa e le go beolwa, a ipipe tlhogo. Le gale monna ga a a tshwanela go ipipa tlhogo, ka e le ene setshwano le kgalalelo ya Modimo, mosadi ke kgalelelo ya monna. Gonne monna ga a a ntshiwa mo mosading, mme mosadi o ntshitswe mo monneng: le gone monna ga a a bopelwa mosadi, mme mosadi o bopetswe monna. Ke gone ka moo mosadi o tshwanetseng go dirana le sesupo sa go nna mo taolong mo tlhogong ya gagwe, ka ntlha ya baengele. Le fa go ntse jalo mo Moreneng, mosadi ga a kwa ntle ga monna, le monna ga a kwa ntle ga mosadi. Gonne jaaka mosadi a ntshitswe mo monneng, monna le ene o belegwe ke mosadi; mme dilo tsotlhe di tswa mo Modimong. Lo sekasekeng ka losi; a go gontle fa mosadi a rapela Modimo a sa ipipa tlhogo? A le tlholego ya batho ga e lo rute, gore fa monna a na le moriri o moleele, ke ditlhong mo go ene? Mme fa mosadi a na le moriri o moleele, ke kgalalelo mo go ene; gonne moriri wa gagwe o o neilwe gore o nne seipipo. Mme fa motho a rata go nna kgang, rona ga re na mokgwa o o ntseng jalo, le fa e le diphuthego tsa Modimo ga di na nao.
”Lorato lo itshoka ka pelotelele, lo pelonomi; lorato ga lo pelotshetlha; lorato ga lo ke lo ikgantsha, ga lo mabela. Ga lo ke lo dira ka fa go sa tshwanelang, ga lo ke lo ipatlela fela, ga lo ke lo gakatsega, ga lo ke lo akanya bosula; ga lo itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri; lo itshokela dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo iphapaanya le dilo tsotlhe.
”E rile ke le ngwanyana, ka bua jaaka ngwanyana, ka ikutlwa jaaka ngwanyana, ka akanya jaaka ngwanyana; mme jaanong ka ke le monna, ke latlhile dilo tsa bonyana.
”A basadi ba didimale mo diphuthegong; gonne ga ba a leselediwa go bua; mme a ba nne mo boingotlong, jaaka go bua le one molao. Fa ba rata go itse sengwe, a ba botse banna ba bone kwa gae; gonne ke ditlhong fa mosadi a ka bua mo phuthegong. Ao! A lefoko la Modimo le simogile la tswa mo go lona? Kgotsa a le tletse lona lo le losi? Fa motho mongwe a ithaya a re ke moranodi, kgotsa ke wa semowa, a ke a ele tlhoko dilo tse ke di lo kwalelang, gore ke taolo ya Morena. Fa motho mongwe a se na kitso, a a nne a se na kitso fela.
”Se pataganeleng jokwe le ba ba sa dumeleng, e le mo go sa lekalekaneng; gonne tshiamo e na le bolekane bofe le tshiamololo? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi? Keresete o na le kutlwano efe le Beliale? Kgotsa yo o dumelang o na le kabelo efe le yo o sa dumeleng? Le tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medimo ya disetswa? Gonne rona re tempele ya Modimo o o tshedileng; fela jaaka Modimo o rile: “Ke tlaa aga mo go bone, ke ba ke tsamaya mo go bone; mme ke tlaa nna Modimo wa bone, mme ba tlaa nna batho ba me.” Ke gone: “Tswang mo gare ga bone, lo lomologane,” go bua Morena, “lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; mme ke tlaa lo amogela.” “Ke tlaa nna Rraalona, mme lo tlaa nna bomorwaake le bomorwadiake, go bua Morena Mothatayotlhe.”
”Gonne ke lo tlhoafaletse ka tlhoafalo ya semodimo, gonne ke ne ke lo beeleletse monna a le mongwe fela, gore ke tle ke lo neele Keresete lo le kgarebane e e itshekileng.
”Ka re, moruaboswa, e a re fa a sa ntse a le ngwanyana, o ba a sa farologane le motlhanka ka gope, le mororo a le mong wa dilo tsotlhe. Mme a nne mo taolong ya badisa le batlamedi, go ba a tla a fitlha mo motlheng o o laotsweng ke rraagwe.
”Mme e re ka lo le bana, Modimo o romile Mowa wa Morwa one wa tla mo pelong tsa rona, o bitsa o re: “Aba, Rara.” Ka jalo o bo o sa tlhole o le motlhanka, mme o ngwana; mme fa o le ngwana, jalo o a bo o le moruaboswa ka Modimo.
”gore re se ka ra tlhola re le banyana ba go heheutlelwa kwano le kwa le go kgarakgatshiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto, ka boferefere jwa batho, ka bohelepa jo bo latedisang timelo.
”Basadi ba lo nyetsweng lo ineeleng mo banneng ba e leng ba lona, jaaka e ka bo e le mo go Morena, gonne monna ke tlhogo ya mosadi jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego, ka e bile e le ene mmoloki wa mmele ka esi. Jaaka phuthego e ineetse mo go Keresete, a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo dilong tsotlhe. Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, mme a intshetsa yone, gore a e itshepise a sena go e tlhapisa ka tlhapiso ya metsi ka lefoko. Gore a tle a ineye phuthego, e le e e galalelang, e e se nang selabe le fa e le khuano, le fa e le sepe se se ka nang jalo; fa e se gore e nne boitshepo le botlhoka bogole. Banna le bone ba tshwanetse go rata basadi ba bone fela jalo, jaaka e ka bo e le mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata. Gonne ga go ise go ko go nne motho ope yo o kileng a ila nama ya gagwe, mme o a e otla, a e ngomaele, fela jaaka Keresete le ene a direla phuthego, ka gobo re ditokololo tsa mmele wa gagwe. Ke gone ka moo, monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo e tlaa nna nama e le nngwe fela. Bosaitsiweng jo, bo bogolo, mme ke bua ka ga Keresete le ka ga phuthego. Le fa go ntse jalo le lona a mongwe le mongwe wa lona a rate mosadi wa gagwe fela jaaka a ithata, le mosadi a ipone, gore a tlotle monna wa gagwe.
”Bana, utlwang batsadi ba lona mo Moreneng, gonne mo, go siame. Tlotla rraago le mmaago – e e leng yone taolo ya ntlha e e nang le polelo ya tsholofetso – gore go tle go nne molemo mo go wena, le gore o tshele ka boleele mo lefatsheng. Le lona borrabana, lo se ka lwa rumola bana ba lona go ba gakatsa; mme lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.
”Basadi ba lo nyetsweng, ineeleng mo banneng ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng. Banna, ratang basadi ba lona, mme lo se ka lwa ba ngangalela. Bana, utlwang batsadi ba lona mo dilong tsotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhang Morena. Borrabana, se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.
”Re ne re le bonolo mo gare ga lona, jaaka fa moamusi a ngomaela bana ba e leng ba gagwe;
”jaaka lo itse ka fa re diretseng mongwe le mongwe wa lona ka teng, jaaka rrabana a tle a direle bana ba gagwe, ra lo laya, ra lo nametsa, ra supa,
”Le gone fela jalo, gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi, ba le bori le tekano; ba se ka ba ikgabisa ka go iphora moriri loetse, kgotsa ka gouta, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo; mme a e nne ka ditiro tse di molemo – e le mo go tshwanetseng basadi ba ba ipalang ka poifomodimo. A mosadi a ithute mo tidimalong ka boineelo jotlhe. Ga ke leseletse mosadi go ruta, le fa e le go dira le taolo mo monneng, fa e se go nna mo tidimalong fela. Gonne Atame o bopilwe pele, mme Efa kwa morago; Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi e rile ka a tsieditswe a wela mo tlolong; mme o tlaa bolokwa ka pelego, fa ba tswelela mo tumelong, le mo loratong, le mo boitshepisong ka boikgapo.
”Ke gone mookami wa phuthego o na le go nna motho yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a ikgapile, a le mogopolo o o lekalekanyeng, a le mokgwa montle, e le yo o tsholang batho sentle, a itse go ruta; a se borumolang, a se moitei, a le bonolo, a se segagapa, a se morati wa go huma madi. A itse go laola ntlo ya gagwe sentle, bana ba gagwe ba mo utlwa ka tshisimogo yotlhe; ka e a re fa motho a sa itse go laola ntlo ya gagwe tota, o tlaa babalela jang phuthego ya Modimo?
”Basadi ba e leng bagolwane le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi jalo, ba se bapateletsi, ba le mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boikanngo mo dilong tsotlhe. A bagolwane ba phuthego e nne banna ba ba mosadi a le mongwe fela, ba laole bana ba bone le matlo a bone sentle.
”O se ka wa kgalemela mogolwane; mme o mo laye jaaka fa e ka bo e le rraago; le makau jaaka bomonnao. Basadi ba ba godileng o ba laye jaaka fa e ka bo e le bommaago; le barweetsana jaaka bokgaitsadio, ka boitsheko jotlhe. Tlotla basadi ba batlholagadi ba e leng batlholagadi ruri. Fa mosadi mongwe wa motlholagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bao ba ithute pele go itshupa bopelonomi mo go ba ga bone, le go leboga batsadi ba bone; gonne mo, go lebosega mo matlhong a Modimo.
”Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.
”Mosadi ope a se ka a kwalwa e le motlholagadi a ise a nne dinyaga di le 60, e le yo o kileng a nyalwa ke monna a le mongwe fela. A bolelwa sentle ke ditiro tse di molemo; fa a godisitse bana, fa a bolokile baeng, fa a tlhapisitse baitshepi dinao, fa a thusitse ba ba mo pitlaganong, fa a tsweletse pele ka tlhoafalo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo. O gane basadi ba batlholagadi ba ba sa ntseng ba le meroba; gonne e tlaa re ba babalelwa ke taolo ya ga Keresete, ba rate go nyalwa; mme ba bone tshekiso, ka gobo ba latlhile ikano ya bone ya ntlha. Le gone ba ithute botshwakga, ba nne ba dikologe le matlo; mme ga se go re ba ditshwakga fela, e bile ke babalabadi le balotlhanyi, ba bue dilo tse ba sa tshwanelang go di bua. Ke gone, ke rata gore batlholagadi ba ba sa ntseng ba le meroba ba nyalwe, ba bone bana, ba laole ntlo, ba tlhoke le go naya mmaba lobaka lope lwa go kgala; gonne le jaana bangwe ba setse ba fapogile ba ile le Satane. Fa mosadi mongwe yo o dumelang a na le basadi ba batlholagadi, e le ba ga gabo, a a ba thuse, mme phuthego e se imediwe; gore e tle e thuse ba e leng batlholagadi ruri.
”Mme wena o nnele ruri mo dilong tse o di ithutileng le tse o di tlhomamiseditsweng, ka o itse ba o di ithutileng mo go bone; le jaaka dikwalo tse di boitshepo o sale o di itse mo bonyaneng jwa gago, e le tse di nonofileng go go tlhalefisetsa polokong, ka tumelo e e mo go Keresete Jesu.
”ke raya fa o fitlhela monna e le yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo, kgotsa e le ba ba ganang taolo.
”gore ba rute basadi ba meroba go rata banna ba bone, le go rata bana ba bone. Le go nna mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boitsheko, e le ba ba itirelang mo gae, ba le pelonomi, ba le kutlo mo banneng ba bone, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe.
”le fa a le ngwana, le fa go ntse jalo, a ithuta kutlo ka dilo tse o di bogileng.
”Ka tumelo Noa, e rile a tlhagisitswe ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonale, a sutelediwa ke poifo ya Modimo, a baakanya ntlo e e kokobalang, gore a tle a boloke ba ntlo ya gagwe, ke e o sekisitseng lefatshe ka yone, mme a tswa morui wa tshiamo e e leng ka fa tumelong.
”Lo bile lo lebetse tao e e buang le lona jaaka bana, e re: “Morwaaka, se nyatse kwatlhao ya Morena, o bo o se ngodiege fa o kgalemelwa ke ene; gonne yo Morena o mo ratang o a tle a mo otlhaye, a kgwathise ngwana mongwe le mongwe yo o mo amogelang.” Kwatlhao ke yone e lo e itshokelang. Aitse Modimo o lo direla jaaka bana; gonne ngwana ke ofe yo rraagwe o sa mo otlhayeng? Mme fa lo sa bone kwatlhao e botlhe ba e bonang, lo bo lo le bana ba dikgora, e seng bana sebele. Gape, re ne re na le borraetsho ba nama ba ba re otlhaileng, mme ra ba sisimoga. Bogolo thata a ga re ketla re nna kutlo mo go ene Rara wa mewa, ra tshela?
”A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.
”Tumelo e e itshekileng, e e sa leswefalang fa pele ga Modimo le Rraetsho, ke e, go lekola masiela le basadi ba batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ikilela gore a se mathwe gope ke lefatshe.
”Fa oo rra motho, kgotsa kgaitsadia motho a sa apara, a ba a tlhoka tse e leng dijo tsa letsatsi, mme mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamayang sentle, lo thuthafale, lo kgore,” le fa go ntse jalo lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele, ana go a bo go thusang? Go ntse fela jalo tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi.
”Fela jalo le lona basadi ba lo nyetsweng, lo nne kutlo mo banneng ba lona; e tle e re, le fa bangwe ba sa utlwe lefoko le, ba tle ba kgonwe kwa ntle ga lefoko ke mokgwa o montle wa basadi ba bone; ba bone mokgwa o montle wa lona, lo le bori go pataganye le poifo. Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntle, e bong ga go iphora moriri loetse, le ga go rwala mekgabo ya gouta, kgotsa ga go apara diaparo tse di maphatsiphatsi; mme a e nne motho yo o sa bonaleng wa pelo, le ka diaparo tse di sa boleng tsa mowa wa boikokobetso le tidimalo, e le gone mo go kaiwang go tlhokega thata mo matlhong a Modimo. Gonne le bone basadi ba ba boitshepo ba ba solofetseng mo Modimong, ba ne ba ikgabisa ka one mokgwa o mo motlheng wa pele, ba le boineelo mo banneng ba bone; jaaka Sara a utlwa Aberahame, a mmitsa morena; yo lo leng bana ba gagwe gompieno, fa lo dira sentle, fa lo sa boifisiwe ke therego epe. Fela jalo le lona banna ba lo nyetseng, lo age le basadi ba lona ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata, ka lo bile lo le barui mmogo nabo ba tshegofatso ya botshelo; gore merapelo ya lona e tle e se ka ya kgoreletsega. Sa bofelo, nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobetso:
”Le lona babotlana, lo nne kutlo mo go ba e leng bagolwane. Ee, lotlhe lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.
”Re a itse fa re dule mo losong, re ile go tsena mo botshelong ka gobo re rata bakaulengwe. Yo o sa rateng o ntse mo losong fela. Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene. Lorato re lo itse ka gone mo, ka a ineetse mo losong ka ntlha ya rona; mme le rona re tshwanetse go ineela mo losong ka ntlha ya ba ga rona. Mme le fa e le mang yo o nang le dilo tsa lefatshe, mme a bona mogagabo a tlhoka, a ikitsa go mo tlhomogela pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene?
”Ke itumela thata ka ke fitlhetse bangwe ba bana ba gago ba tsamaya mo boammaruring, fela jaaka re amogetse taolo mo go Rara.
”Ga ke na boitumelo bope jo bo fetang jo, jwa go utlwa fa bana ba me ba ntse ba tsamaya mo boammaaruring.
”Ga bonala sesupo se segolo mo legodimong; e bong mosadi a apere letsatsi, kgwedi yone e le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12. A bo a le moimana; mme a goa ka go iteka mo pelegong, a le mo botlhokong jwa go gololwa. Mme ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong; bonang, ga bo go le kgogela e kgolo e le khibidu, e na le ditlhogo di supa, le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di supa. Mogatla wa yone, wa bo o goga ntlha ya seraro ya dinaledi tsa legodimo, mme ya di latlhela kwa lefatsheng. Kgogela ya ema fa pele ga mosadi yo o tlaa tlogang a belega, gore e tle e re a sena go belega, e be e je ngwana wa gagwe. Mme a belega ngwana, ngwana wa mosimane, yo e leng ene yo o tlaa busang ditšhaba tsotlhe ka tsamma ya tshipi; mme ngwana wa gagwe a phamolwa a isiwa kwa Modimong, le kwa setulong sa one sa bogosi. Mosadi a tshabela kwa nageng kwa o baakanyeditsweng bonno ke Modimo teng, gore ba tle ba mo otlele gone ka malatsi a le 1 260.
”A re itumeleng, re ipeleng thata, a re o galaletse; gonne nyalo ya Kwana e fitlhile, le mosadi wa gagwe o ipaakantse. Mme mosadi a neelwa gore a ikapese ka leloba le le boleta, le le phatsimang, le lentle.” Gonne leloba le le boleta ke ditiro tse di siameng tsa baitshepi. Mme a nthaya a re: “Kwala o re: ‘Go sego ba ba lalelediwang selalelo sa nyalo ya Kwana!’ ” A nthaya a re: “A ke mafoko a ammaaruri a Modimo.”
”Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe.
”Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba neng ba tshotse megotšana e supa, ba ba rweleng dipetso di supa tsa bofelo; mme a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go bontsha monyadwi, mosadi wa ga Kwana.”
”Mowa le monyadwi ba re: “Tlaa!” Le yo o utlwang, a a ka a re: “Tlaa!” Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang a a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a se na theko.
”