25 – Madi
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Madi.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Madi.
“Se iphutheleng dikhumo mo lefatsheng, kwa motoutwana o senyang teng le morodu, le kwa magodu a thubelang go utswa teng. Iphutheleng dikhumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng le fa e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeng le fa e le go utswa teng; gonne kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le yone e tlaa nna fela teng.
”Poifomodimo e e nang le pelo e e ritibetseng ke papadi e kgolo; gonne ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe; e re fa re na le dijo le diaparo, re tlaa ritibatsa pelo mo go tsone. Ba ba eletsang go huma ba tle ba wele mo thaelong, le mo serung le mo dithatong di le dintsi tsa bosilo, le tse di senyang, tse di nwetseng batho mo tshenyegong le mo tatlhegong. Gonne go rata madi ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe, ke mo e rileng bangwe ba go gwalalela, ba timelwa ke tumelo, mme ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.
”Mme Jesu a lebaleba ka fa le ka fa, a raya barutwa ba gagwe a re: “Kana ba ba nang le mahumo ba tlaa tsena mo bogosing jwa Modimo ka pitlagano jang!” Barutwa ba gakgamalela mafoko a gagwe. Jesu a ba fetola gape, a re: “Kana go thata jang mo go ba ba ikantseng nahumo go tsena mo bogosing jwa Modimo! Go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshoba la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.” Ba gakgamala thatathata, ba mo raya ba re: “Fa e le jalo go bo go ka bolokwa mang?” Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go retetse, mme e seng mo Modimong, gonne mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
”E rile motlha mongwe Kaine a tlisa ga loungo lwa mmu, a direla Jehofa tshupelo. Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone. Mme Jehofa a itumelela Abele le tshupelo ya gagwe; a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Jalo Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa.
”Aberame a bo a humile dikgomo thata, le selefera, le gouta.
”Lefatshe la bo le sa ba lekana go ka nna mmogo, gonne dithoto tsa bone di ne di le dikgolo, ba retelelwa ke go aga mmogo.
”A go bakwe Modimo Mogodimodimo, o o tsentseng baba ba gago mo seatleng sa gago.” Mme a mo naya sabosome sa tsotlhe.
”Jehofa o segofaditse mongwake thata, a ba a tla a nna mogolo; o mo neile matsomane, matlhape, selefera, gouta, batlhanka, malata, dikamela le diesela.
”Motlhanka a ntsha mekgabo ya selefera le mekgabo ya gouta, le diaparo, a di naya Rebeka. A ba a naya kgaitsadie le mmaagwe dilo tse di tlhokegang.
”Isake a lema mo lefatsheng leo, kgetsi ya peo ya mmusetsa dikgetsi di le lekgolo mo thobong ya ngwaga oo, mme Jehofa a mo segofatsa. Monna yo, a nna mogolo, a nna a humela pele a ba a tla a nna mogolo thata. A na le dithuo tsa matsomane le dithuo tsa matlhape, le batho ba lolwapa ba le bantsi, mme Bafilisitia ba mo fufegela.
”Lentswe le ke le tlhomileng motloutlo le tlaa nna ntlo ya Modimo; mo go tsotlhe tse o tlaa di nnayang, ruri ke tlaa go naya sa bosome.”
”Josefe a kgobokanya mabele a nna jaaka mošawa wa lewatle, a le magolo thata, a ba a tla a lesa go bala; gonne a ne e se na palo.
”Leuba la bo le wetse lefatshe lotlhe fela; mme Josefe a bula matlo otlhe a a boloketseng, a rekisa mo go Baegepeto; mme leuba la nna botlhoko mo lefatsheng la Egepeto. Mafatshe otlhe a ya kwa Egepeto kwa go Josefe go reka mabele; ka gobo leuba le ne le le botlhoko mo lefatsheng lotlhe fela.
”Josefe a otla rraagwe le bomorwa rraagwe le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe ka dijo, ka fa malwapeng a bone.
”Go ne go se na dijo mo lefatsheng lotlhe, gonne leuba le ne le le botlhoko thata, mafatshe a Egepeto le a Kanana a ba a tla a idibala ka ntlha ya lone leuba. Josefe a kgobokanya madi otlhe a a bonwang mo lefatsheng la Egepeto le mo lefatsheng la Kanana ka mabele a ba neng ba a reka. Josefe a isa madi ao mo ntlong ya ga Faro. E rile madi a setse a fedile mo lefatsheng la Egepeto le mo lefatsheng la Kanana, Baegepeto botlhe fela ba ya kwa go Josefe ba re: “Re fe dijo. Ana re ka bo re swelang fa pele ga gago?” Gonne madi a tlhaetse. Josefe a re: “Ntshang dikgomo; ke tlaa lo fa ka dikgomo tsa lona fa madi a tlhaetse.” Ba isa dikgomo tsa bone kwa go Josefe; Josefe a ba naya dijo mo boemong jwa dipitse, le jwa matsomane, le jwa matlhape, le jwa diesela; a ba jesa ka ngwaga oo, a amogela dikgomo tsotlhe tsa bone mo boemong jwa dijo. E rile ngwaga oo o sena go feta ba ya kwa go ene ka ngwaga wa bobedi ba mo raya ba re: “Ga re nka re lobela morena wa rona jaaka madi a rona a ile otlhe; le jaaka matlhape a dikgomo e le a morena wa rona. Ga go a sala sepe mo matlhong a morena wa rona fa e se mebele ya rona le matlhagare a rona fela. Ana re ka bo re swelang fa pele ga matlho a gago, rona le lefatshe la rona? Re reke, rona le lefatshe la rona ka dijo, mme rona, le lefatshe la rona re tlaa nna batlhanka ba ga Faro. Re neye peo gore re tle re tshele, re se ka ra a swa, le gore lefatshe le se ka la swafala fela.” Josefe a rekela Faro lefatshe lotlhe la Egepeto; gonne Baegepeto mongwe le mongwe a rekisa tshimo ya gagwe, ka leuba le ne le le botlhoko mo go bone; mme lefatshe la nna la ga Faro. Ka ga batho, a ba hudusetsa mo metseng, go simolola ka sekhutlo sengwe sa molelwane wa Egepeto go ya kwa sekhutlong se sengwe sa gone.
”mosadi mongwe le mongwe o tlaa lopa yo o bapileng nae, a ba a lopa yo o tlhotsetlhotseng mo ntlong ya gagwe mekgabo ya selefera, le mekgabo ya gouta, le diaparo; mme lo tlaa di apesa bomorwaa lona le bomorwadia lona, lo tlaa amoga Baegepeto.”
”Foo Jehofa a raya Moše a re: “Bona, ke tlaa lo nesetsa dijo di tswa kwa legodimong; batho ba tlaa tswa ka tsatsi lengwe le lengwe ba ya go ipapalela mo go lekanyeng letsatsi leo fela, gore ke ba leke ke bone boo ba tlaa sepela mo taolong ya me kgotsa nnyaa. A go diragale gore e re ka letsatsi la borataro ba baakanye se ba se bapetseng se nne se se kanang ka papadi ya malatsi a le mabedi.”
”Moše a ba raya a re: “A go se nne motho ope yo o se sadisetsang moso.” Le fa go ntse jalo ba se ka ba reetsa Moše; bangwe ba bone ba se sadisetsa moso, mme sa nyeula diboko, sa nkga; Moše a nna bogale nabo.
”“O se ka wa utswa.
”“O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena, o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le kgomo ya gagwe, le fa e le esela ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.”
”Lo se ka lwa dira medimo e sele lwa e pataganya le nna; medimo ya selefera le fa e le medimo ya gouta, lo se ka lwa e itirela.
”“Le yo o utswang monna, a mo rekisa, gongwe fa a fitlhelwa mo seatleng sa gagwe, ruri a bolawe.
”“Fa motho a ka neela mongwe ka ene madi go a boloka, le fa e le thoto, a bo a utswiwa go le mo ntlong ya monna yoo; fa legodu le ka tshwarwa a le duele sebedi. Fa legodu le se ka la tshwarwa, foo mong wa ntlo a atamele kwa baatlhoding, gore go tle go bonwe boo a ga a a tsenya letsogo mo dilwaneng tsa mongwe ka ene.
”“Batho ba me ba ba humanegileng ba o nang nabo, fa o ba adima madi, o se ka wa nna mo go bone jaaka moatisi, le gone lo se ka lwa ba lopa koketso.
”“Bua le bana ba Iseraele gore ba mpaakanyetse tshupelo; mo mothong mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo ratisang, lo tseye tshupelo ya me mo go ene.
”Ntshetsang Jehofa tshupelo mo go lona; mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ratang, a e lere, tshupelo ya ga Jehofa: gouta, le selefera, le kgotlho.
”Ba tla, banna ba na le basadi, e bong botlhe ba ba pelo e e ratang, ba lere dikgokedi tsa sehuba, le manyena a ditsebe, le manyena a dipala menwana a dikanela, le mefitshana, e le mekgabo ya gouta yotlhe fela, e bong monna mongwe le mongwe yo o ne a isetsa Jehofa tshupelo ya gouta.
”Ba bua le Moše ba re: “Batho ba lerile thata go fetisa selekanyo sa tiro e Jehofa o laotseng gore e dirwe.” Moše a ntsha taolo, mme ba e utlwatsa mo bothibelelong jotlhe, ba re: “A go se nne ope monna le fa e le mosadi, yo o tlholang a baakanya tiro epe ya tshupelo ya felo ga boitshepo.” Jalo ba kganelwa mo go lereng ditshupelo. Ka gonne dilwana tse ba di bonyeng di ne di lekanye tiro go e dira, di ba di sala.
”“Fa motho mongwe a leofa, a tlola taolo ya ga Jehofa, a tsietsa wa ga gabo ka ga sengwe se o se neetsweng, kgotsa sengwe se se golaganetsweng, kgotsa sengwe sa bogodu, kgotsa a patikile wa ga gabo, kgotsa a begile selo se se latlhegileng, a tsietsa ka ga sone, a ikana ka maaka, mo go sengwe sa dilo tse tsotlhe se motho o se dirileng, fa a leofa ka sone,
”“E re fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, o se ka wa robela ruri ditlhofi tsa leota la gago, le gone o se ka wa sela maronopo a thobo ya gago. Le gone o se ka wa ronopa tshimo ya gago ya mafine, le gone o se ka wa sela loungo lo lo oleng lwa tshimo ya gago ya mafine; o tlaa di siela mohumanegi le moeng; ke nna Jehofa Modimo wa lona. “Lo se ka lwa utswa; le gone lo se ka lwa dira ka tsietso, le fa e le go akelana.
”“O se ka wa patika mongwe ka wena, le fa e le go mo thukhutha; maduo a motlhanka wa gago yo o thapilweng ka tuelo, a se ka a lala kwa go wena go fitlhelela ka moso.
”“Lo se ka lwa dira tshiamololo epe mo katlholong, mo selekanyong sa boleele, le sa bokete, le sa seelo. Lo tlaa dira le dilekanyo tsa pego tse di siameng, le dilekanyo tsa bokete tse di siameng, le emere yo o siameng, le nkgwana e e lekanyang; ke nna Jehofa Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto.
”“E tlaa re fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, o se ka wa robela ruri ditlhofi tsa tshimo ya gago, le gone o se ka wa phutha maronopo a thobo ya gago, o a siele mohumanegi le moeng; ke nna Jehofa Modimo wa lona.”
”Lotlhagare lwa gago o tlaa lo jala ka dinyaga di le thataro, le tshimo ya gago ya mofine o e pome dikala ka dinyaga di le thataro, o phuthe maungo a yone; ka ngwaga wa bosupa a go nne Sabata wa boikhutso jo bo masisi jwa lefatshe, Sabata o o nnelang Jehofa, o se ka wa jala lotlhagare lwa gago, le fa e le go poma dikala tsa tshimo ya gago ya lofine. Matshwabudu a thobo ya gago o se ka wa a roba, le maungo a mofine wa gago o o se kang wa pongwa dikala o se ka wa a fula, e nne ngwaga wa boikhutso jo bo masisi jwa lefatshe.
”“O tlaa ipalela boSabata ba supa ba dinyaga, dinyaga di supa gasupa; go tlaa nna go wena malatsi a boSabata ba supa ba dinyaga, e bong dinyaga di le 49. Foo o utlwatse ka ntlha tsotlhe lonaka lo lo kodu e tona, ka letsatsi la lesome la kgwedi ya bosupa; ka letsatsi la tetlanyo lo utlwatse lonaka mo lefatsheng lotlhe la lona. Lo itshepise ngwaga wa 50, lo bolele kgololego mo lefatsheng lotlhe, lwa banni botlhe ba lone; e nne Jubile (ke go re, Ngwaga wa bothamo) mo go lona; motho mongwe le mongwe o tlaa boela mo bosweng jwa gagwe, motho mongwe le mongwe o tlaa boela mo losikeng lwa gagwe. Ngwaga oo wa 50 e nne Jubile go lona; lo se ka lwa jala le fa e le go roba matshwabudu, le fa e le go phutha maungo a mafine a a se kang a pongwa dikala, gonne ke Jubile, e nne boitshepo go lona; lo tlaa ja totafalo ya one e tswa mo lotlhagareng.
”“Fa ngwana wa ga rraago a humanegile, letsogo la gagwe le tlhaela mo go ene; foo o mo thuse, o tlaa go agela jaaka moeng le mojaki.
”O se ka wa tsaya tuelo mo go ene, le fa e le koketso; o boife Modimo wa gago, gore ngwana wa ga rraago a nne nao. O se ka wa mo neela madi a gago ka go lopa tuelo, le fa e le go mo naya dijo tsa gago go tla o bona koketso.
”“Tsa bosome tsotlhe tsa lefatshe, le fa e le tsa peo ya lefatshe, le fa e le tsa loungo lwa setlhare, ke tsa ga Jehofa, di boitshepelo Jehofa.
”Jehofa a raya Arone, a re: “O se ka wa rua boswa bope mo lefatsheng la bone, le gone o se ka wa nna le kabelo epe mo go bone. Ke nna kabelo ya gago, le boswa jwa gago, mo baneng ba Iseraele. “Bana ba ga Lefi bone ke ba neile tsotlhe tsa bosome mo Iseraele go nna boswa jwa bone, go emela tirelo e ba e direlang, e bong tirelo ya mogope wa bophuthegelo.
”Jehofa a bua le Moše a re: “Gape, bua le Balefi, o ba reye o re: E ne e re mogang lo tsayang mo baneng ba Iseraele tsa bosome tse ke di lo neileng di tswa mo go bone gore e nne boswa jwa lona, foo lo tlaa isa ga tsone tshupelo ya tsholetso mo go Jehofa, sa bosome sa tsa bosome. Tshupelo ya lona ya tsholetso lo tlaa e balelwa jaaka ekete ke mabele a sebupi sa pholelo, le jaaka botlalo jwa kgatisetso ya bojalwa jwa mofine. Le lona lo isetse Jehofa tshupelo ya tsholetso e le ya tsa bosome tsotlhe tsa lona tse lo di amogelang mo baneng ba Iseraele; ga tsone lo neye Arone moperesiti tshupelo ya tsholetso ya ga Jehofa. Ga dineo tsa lona tsotlhe lo ise tshupelo nngwe le nngwe ya ga Jehofa ya tsholetso, ga mo go gontle bogolo mo go tsone, e bong mo go itshepileng ga tsone.
”Ana leina la rraetsho le tlaa bo le tlosediwang mo losikeng lwa gagwe, ka a ne a se na ngwana wa mosimane? Re neyeng boswa mo go bomorwa rraetsho.” Moše a isa mafoko a bone fa pele ga Jehofa. Jehofa a bua le Moše, a re: “Bomorwadia Selofehate ba bua ka tshiamo; ruri o ba neye boswa jwa thuo mo go bomorwa rraabo, o dire gore boswa jwa ga rraabo bo fetele mo go bone. O bue le bana ba Iseraele o re: ‘Fa motho a swa a se na ngwana wa mosimane, foo lo dire gore boswa jwa gagwe bo fetele mo go morwadie. Fa a se na ngwana wa mosetsana, foo boswa jwa gagwe lo tlaa bo naya bomorwa rraagwe. Fa a se na bomorwa rraagwe, foo boswa jwa gagwe lo bo neye borangwanaagwe. Fa rraagwe a se na borangwanaagwe, foo boswa jwa gagwe lo bo neye tsala ya gagwe ya losika lwa gagwe e e gaufi bogolo nae ka go tsalwa, ke ene yo o tlaa bo ruang; e nne molao wa katlholo mo baneng ba Iseraele, jaaka Jehofa a laotse Moše.’ ”
”Re lerile seromololo sa ga Jehofa se motho mongwe le mongwe o se bonyeng, mekgabo ya gouta, bompolokwane ba magwejana, mefitshana ya mabogo, dipalamenwana tsa sekanelelo, manyena a ditsebe le mefitshana ya thamo, go tla re direla mewa ya rona tetlanyo fa pele ga Jehofa.”
”Jalo ga go ketla go tloga boswa bope mo lotsong longwe jwa ya mo go lo longwe, gonne mo ditsong tsa bana ba Iseraele mongwe le mongwe o tlaa ngaparela boswa jwa gagwe.’ ”
”“Le gone o se ka wa utswa.
”“Le gone o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena; le gone o se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena; le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le pelesa ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.
”lefatshe le o tlaa jang dijo mo go lone di sa tlhokafale; ga o ketla o tlhoka sepe mo go lone; lefatshe le maje a lone a leng tshipi, le le o ka epang kgotlho mo makhubung a lone.
”e se re gonwe o sena go ja o kgora, o agile matlo a mantle, o ntse mo go one; le gone e tlaa re matlhape a gago, le matsomane a gago a ntsifatse, le selefera sa gago, le gouta ya gago di ntsifetse, le tsotlhe tse o nang natso di ntsifetse, foo pelo ya gago e ikgogomose, mme o lebale Jehofa Modimo wa gago, yo o go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka; yo o ne a go goga a go ralatsa naga e kgolo le e e boitshegang, e dinoga tse di bogale le diphepheng di ntseng mo go yone, e le lefatshe le le lokgere le go se nang metsi mo go lone; yo o go ntsheditseng metsi mo lefikeng le le legakwa. Jehofa o ne a go jesa mo nageng ka mana, a borraeno ba ne ba sa a itse, gore a tle a go ise tlase le gore a go leke, go go direla molemo kwa bokhutlong jwa gago. O ba o bua mo pelong ya gago, o re: ‘Thata ya me, le nonofo ya letsogo la me, ke tsone tse di nneileng khumo e.’ O gakologelwe Jehofa Modimo wa gago, gonne ke ene yo o go nayang thata ya go bona khumo, gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e o e ikanetseng borraeno, jaaka go ntse gompieno.
”Gonne Jehofa Modimo wa lona ke one Modimo wa medimo le Morena wa barena, Modimo o mogolo o o nonofileng, o o boitshegang, o o sa tlhokomeleng bomangmang jwa batho, le fa e le go amogela tuelo. O dirisetsa masiela le mosadi wa motlholagadi katlholo, o rata moeng ka go mo naya dijo le diaparo.
”Ke gone kwa lo tlaa isang ditshupelo tsa lona gone, le ditlhabelo tse di fisiwang tsa lona, le dilo tsa bosome tsa lona, le tshupelo ya tsholetso ya seatla sa lona, le maikano a lona, le ditshupelo tsa lona tsa peleego, le tsa maitibolo tsa matlhape a lona le tsa matsomane a lona.
”foo go tlaa dirala gore, felo fa Jehofa Modimo wa lona o tlaa go itshenkelang go baya leina la gagwe gone, gotlhe mo ke go lo laolelang, lo go ise gone; ditshupelo tsa lona, le tse di fisiwang, le ditlhabelo tsa lona, le tsa bosome tsa lona, le tshupelo ya tsholetso ya seatla sa lona, le maikano a lona a a tlhophegileng, a lo ikanelang Jehofa ka one;
”Sa bosome sa mabele a gago o se ka wa se jela mo teng ga dikgoro tsa gago, kgotsa sa lookwane lwa gago, kgotsa tsa maitibolo a matlhape a gago, kgotsa a matsomane a gago, le fa e le maikano mangwe a o ikanneng ka one, le fa e le ditshupelo tsa gago tsa peleego, le fa e le tshupelo ya tsholetso ya seatla sa gago.
”“Ruri o tlaa ntsha sa bosome sa totafalo ya peo ya gago, e e tswang mo masimong ka ngwaga le ngwaga. O jele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago sa bosome sa mabele a gago, le sa bojalwa jwa gago jwa mofine, le sa lookwane lwa gago, le tsa maitibolo a matlhape a gago le matsomane a gago, o di jele mo felong fa o tlaa go itshenkelang go baya leina la gagwe gone; gore o tle o ithute go boifa Jehofa Modimo wa gago ka metlha yotlhe.
”“E re dinyaga dingwe le dingwe di supa di sena go feta o tle o dire kgololo. O ke one mokgwa wa kgololo: Motho mongwe le mongwe yo o adimileng wa ga gabo sengwe, a a se golole, a a se se batle ka thata mo go wa ga gabo le mo ngwaneng wa ga rraagwe; ka kgololo ya ga Jehofa e tlaa bo e kuilwe. Mo mothong wa tšhaba e sele o ka se batla ka thata; le fa e le eng sa gago se se mo ngwaneng wa ga rraeno, seatla sa gago se se golole fela.
”Gonne Jehofa Modimo wa gago o tlaa go segofatsa, jaaka a go solofeditse; o tlaa adima merafe e le mentsi, mme wena ga o ketla o tsaya ka kadimo; o tlaa busa merafe e le mentsi, yone ga e ketla e go busa.
”“Fa o na le mohumanegi mongwe, e le mongwe wa bana ba ga rraeno, mo teng ga dikgoro dingwe tsa gago, mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang, o se ka wa thatafatsa pelo ya gago, le fa e le go huparelela ngwana wa ga rraeno wa sehumanegi seatla. Ruri o tlaa mo huporololela seatla, ruri o tlaa mo adima mo go lekanyeng botlhokwa jwa gagwe mo go se o se tlhokang.
”O itise gore go se nne mogopolo o o bosula mo pelong ya gago, wa go re: ‘Ngwaga wa bosupa o atametse, e bong ngwaga wa kgololo,’ mme leitlho la gago le nna bosula fa le leba ngwana wa ga rraeno wa sehumanegi, mme o gana go mo naya sepe; mme a goela kwa go Jehofa ka ga gago, mme go nne boleo mo go wena. Ruri o mo neye, mme pelo ya gago e se ka ya hutsafala fa o mo naya; gonne Jehofa Modimo wa gago o tlaa go segofatsa mo tirong yotlhe ya gago, le mo go tsotlhe tse o di bayang seatla, ka ntlha ya selo se. Gonne bahumanegi ga ba ketla ba khutla gope mo lefatsheng; ke gone ke go laolang ka re: ‘Ruri, huporololela ngwana wa ga rraeno seatla, le motlhoki wa gago, le mohumanegi wa gago, mo lefatsheng la gago.’
”Modiro wa dibeke, o o tshegeletse Jehofa Modimo wa gago ka lekgetho la tshupelo ya peleego, le tswa seatleng sa gago, le o tlaa le ntshang, ka fa Jehofa Modimo wa gago o go segofaditseng ka gone.
”A monna mongwe le mongwe a ntshe ka fa o nonofileng ka gone, ka fa tshegofatsong e Jehofa Modimo wa gagwe o e mo neileng.
”Le gone a se ka a intsifaletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga; le gone a se ka a intsifaletsa selefera le gouta bobe.
”Ga ba ketla ba bona boswa bope mo baneng ba ga rraabo; Jehofa ke ene boswa jwa bone, jaaka a buile nabo.
”“O se ka wa katosa molelwane wa motho wa gaeno, o bagologolo ba o tlhomileng mo bosweng jwa gago, jo o tlaa bo ruang mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go le rua.
”“O se ka wa adima ngwana wa ga rraeno ka go lopa kokeletso; koketso ya madi, koketso ya dijo, kgotsa koketso ya sengwe fela se se tleng se adingwe ka go lopa kokeletso. Wa tšhaba ene, o ka mo adima ka go lopa kokeletso; mme ngwana wa ga rraeno ene, o se ka wa mo adima ka go lopa kokeletso, gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo go tsotlhe tse o di bayang seatla, mo lefatsheng le o tsenang mo go lone o ya go le rua.
”“E re fa motho a fitlhelwa a utswa mongwe wa bana ba ga rraagwe ba bana ba Iseraele, a mo direla jaaka selwana, kgotsa a mo rekisa; foo legodu leo le swe; jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare go gago.
”E re fa o kgetla loungo lwa tshimo ya gago ya mafine, o se ka wa e ronopa fa morago ga gago; a e nne ga moeng, le lesiela, le ga motlholagadi.
”O re lerile mo felong fano, o re neile lefatshe le, lefatshe le le elang maši le dinotshe. Jaanong ke lerile mabutswapele a lefatshe le wena Jehofa o le nneileng.’ O a beye fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, o obamele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago. O itumele mo molemong otlhe o Jehofa Modimo wa gago o o go neileng, wa ba wa o naya le ba kgotla ya gago, wena, le Molefi le moeng yo o mo gare ga gago.
”“O tlaa re o sena go wetsa go ntsha tsa bosome, tsa bosome tsa totafalo yotlhe ya ngwaga wa boraro o e leng ngwaga wa go ntsha tsa bosome, foo o di neye Molefi, le moeng, le lesiela, le motlholagadi, gore ba jele mo teng ga dikgoro tsa gago, ba kgore. O bue fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, o re: ‘Dilo tse di itshepileng ke di ntshitse mo ntlong ya me, ke bile ke di neile Molefi, le moeng, le lesiela, le motlholagadi, ka fa taolong yotlhe ya gago, e o e ntaoletseng; ga ke a tlola ditaolo dipe tsa gago, le gone ga ke a di lebala.
”Jehofa o tlaa go ntsifaletsa mo go molemo, mo loumong lwa mmele wa gago, mo loatong lwa dikgomo tsa gago, le mo loungong lwa lefatshe la gago, mo lefatsheng le Jehofa o ikanetseng borraeno, a re o tlaa le go naya. Jehofa o tlaa go bulela polokelo ya gagwe e e molemo, e bong legodimo, go nesa pula ya lefatshe la gago mo lobakeng lwa yone, le go segofatsa tiro yotlhe ya diatla tsa gago; o tlaa adima merafe e le mentsi, mme wena ga o ketla o adima mo go ope.
”Mme selefera sotlhe le gouta, le dilwana tsa kgotlho le tsa tshipi, di boitshepelo Jehofa, di tlaa tla mo polokelong ya ga Jehofa.”
”Lotso lwa ga Lefi, Moše a se ka o lo naya boswa bope; Jehofa Modimo wa Iseraele ke ene boswa jwa bone, jaaka a buile nabo.
”Jehofa o a humanegisa, e bile o a humisa; a kokobetse, le gone a kakatlolole. O kakatlolola bahumanegi mo loroleng, o tsholetsa batlhoki mo thutubudung, go tla a ba dudisa le dikgosana, le go ba ruisa setulo sa kgalalelo sa bogosi; gonne maotwana a lefatshe ke a ga Jehofa, mme o tlhomile lefatshe mo go one.
”Jehofa a roma Nathane kwa go Dafite. A tla mo go ene, a mo raya a re: “Go kile ga ne go le banna ba le babedi mo motseng o le mongwe fela; mongwe a humile, mme yo mongwe a humanegile. Monna wa mohumi a na le matsomane a le mantsi, le matlhape a le mantsi; mme monna wa sehumanegi a se na sepe fa e se kwanyana e namagatsanyana e le nngwe fela, e o ne a e rekile a e otlile; mme ya gola e nna nae le bana ba gagwe; e ne e ja dijo tsa gagwe, e nwa ga senwelo sa gagwe, e robala mo sehubeng sa gagwe, e nna mo go ene jaaka e ka bo e le ngwana wa mosetsana fela. Monna wa mohumi a gorogelwa ke motsamai mongwe, mme a rekegela letsomane la gagwe le matlhape a gagwe, go tsaya mo go one go tlhabisa motho wa motsamai yo o mo gorogetseng, mme a gapa kwanyana ya monna wa sehumanegi, a e tlhabisa motho yo o mo gorogetseng.” Bogale jwa ga Dafite jwa tukela monna yoo; a raya Nathane a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, monna yo o dirileng seo se o tshwanetse go swa; o tlaa lefa kwanyana ka go le gone, ka a dirile selo se, le ka gonne o ne a se ka a tlhomoga pelo.”
”Mme kgosi ya raya Arauna ya re: “Nnyaa; ruri ke tlaa se reka mo go wena ka fa tlhwatlhweng ya sone; le gone ga nketla ke isa tshupelo tse di fisediwang Jehofa Modimo wa me, e le dilo tse ke di neilweng fela.” Dafite a reka sebopi sa pholelo le dikgomo ka dipapetla di le 50 tsa selefera. Dafite a agela Jehofa sebeso gone, mme a isa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso. Mme Jehofa a rapelesega ka ga lefatshe, mme sebetso sa emisiwa mo Iseraele.
”Jalo Solomone a manega ntlo gouta e e itshekileng ka fa teng, a pega sesiro ka bompolokwane ba gouta, ba rapalala fa pele ga felo ga bobuelo; a go manega gouta. Ntlo yotlhe a e manega gouta, ga tsamaya ntlo ya wediwa; le sebeso sotlhe se e leng sa felo ga bobuelo a se manega gouta.
”Bophaphatho jwa ntlo a bo manega gouta ka fa teng le ka fa ntle.
”Solomone a dira dilwana tsotlhe tse di mo ntlong ya ga Jehofa: Sebeso sa gouta, le lomati lwa bojelo lo senkgwe sa tshupo se nnang mo go lone, a lo dira ka gouta. Le ditlhomo tsa dipone di le tlhano ka fa ntlheng ya le legolo le di le tlhano ka fa ntlheng ya la molema, fa pele ga felo ga bobuelo, a di dira ka gouta e e sa pekwang; le dithunya, le dilampa, le ditlawa, a di dira ka gouta; le dinwelo, le dipoma, le megotšana, le dintsho, le seola molelo, a di dira ka gouta e e sa pekwang; le dikgokelo tsa ditswalo tsa ntlo e e ka fa teng, e bong felo ga botshepo jo bo itshepileng, le tsa ditswalo tsa ntlo tota, e bong tsa tempele, a di dira ka gouta.
”Bokete jwa gouta e e neng e tla mo go Solomone ka ngwaga o le mongwe fela e ne e le dikilokerame tsa gouta di le 23 000,
”Le dinwelo tsotlhe tsa kgosi Solomone e ne e le tsa gouta, le dilwana tsa ntlo ya Sekgwa sa Lebanone e le tsa gouta e e sa pekwang; go se na dipe tsa selefera, selefera se ne se sa kaiwe sepe mo metlheng ya ga Solomone. Gonne kgosi e ne e na le lesomo la dikepe tsa Tarešiše mo lewatleng di na le tsa ga Hirame. Dikepe tsa Tarešiše di ne di tle di tle gangwe fela mo dinyageng di le tharo, di tle le gouta, le selefera le dinaka tsa ditlou, le dikgabo, le diphikoko. Kgosi Solomone a gaisa dikgosi tsotlhe tsa lefatshe ka dikhumo le ka botlhale.
”Ya re a ya go a tsaya, a mmitsa, a re: “Ke a go rapela, o tle o ntlele le senkgwenyana.” Mme a re: “Jaaka Jehofa Modimo wa gago a tshedile, ga ke na senkgwe, fa e se boupenyana mo nkgwaneng bo lekanye seatla fela, le lookwanenyane mo kurwaneng; mme bona, ke sela dikgonnyana di le pedi, ke re ke tsena ke ya go bo ipaakanyetsa le morwaake, gore re bo je, mme re itse go swa.” Elija a mo raya a re: “O se ka wa boifa; ya o dire jaaka o buile; mme o ntirele senkgwenyana ka jone pele, o se ntlele kwano ntle, morago ga moo o itirele le morwao. Gonne Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana a re: ‘Boupe mo nkgwaneng ga bo ketla bo ngotlega, le lookwane mo kurwaneng ga lo ketla lo fela go tsamaya letsatsi le tla, le Jehofa o tlaa nesang pula ka lone mo lefatsheng.’ ” A ya a dira jaaka polelo ya ga Elija; ene mosadi, le ene Elija le ba ntlo ya mosadi, ba ja ka malatsi a le mantsi. Boupe ga bo a ka jwa ngotlega mo nkgwaneng, lookwane mo kurwaneng ga lo a ka lwa fela, jaaka lefoko la ga Jehofa le o le buileng ka Elija.
”Eliša a mo raya a re: “Ke tlaa go direlang? Mpolelela, o na le eng mo ntlong?” A re: “Lelata la gago ga le na sepe mo ntlong, fa e se nkgwanyana ya lookwane.” Foo a re: “Ya o adime dinkgwana mo go bagaeno botlhe fela, e bong dinkgwana tse di se nang sepe; o di adime di se dinnye. O tsene mo ntlong, o itswalele mo teng le bomorwao, o bo o thele lookwane mo dinkgwaneng tseo tsotlhe; tse di tletseng o di beye fa thoko.” Jalo a tloga fa go ene a ya a itswalela le bomorwawe; bone ba isa dinkgwana kwa go ene, ene a di thela. Ga dirala ya re dinkgwana di sena go tlala, a raya morwawe a re: “Ba o nteretse nkgwana e nngwe gape.” A mo raya a re: “Ga go tlhole go le nkgwana epe.” Mme lookwane lwa ema. Foo a tla a bolelela monna wa Modimo. Ene a re: “Ya o rekise lookwane, o duele molato wa gago, o tshele ka lo lo tlaa salang, wena le bomorwao.”
”Mme Hesekia a mo naya selefera sotlhe se se fitlhelwang mo ntlong ya ga Jehofa le mo dikhumong tsa ntlo ya kgosi. E rile ka lobaka loo, Hesekia a kgaola gouta mo ditswalong tsa tempele ya ga Jehofa, le mo maotwaneng a Hesekia kgosi ya Juta o ne a di manegile, a e naya kgosi ya Asiria.
”Ya ntsha gone dikhumo tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa, le dikhumo tsa ntlo ya kgosi, ya kgaolakgaola dilwana tsotlhe tsa gouta tse Solomone kgosi ya Iseraele o kileng a di dira mo tempeleng ya ga Jehofa, jaaka Jehofa a buile. A tlosa ba Jerusalema botlhe, le dikgosana tsotlhe, le diganka tsotlhe tse di pelokgale, le ditshwarwa di le 10 000, le botlhe baitse ba ditiro, le bathudi; ga go a ka ga sala ope fa e se bahumanegi fela ba batho ba lefatshe.
”Jabese a rapela Modimo wa Iseraele a re: “A bo Modimo o ka ka wa ntshegofatsa wa ba wa nkatlhamosetsa molelwane, le gore seatla sa gago se ka ka sa nna le nna, le gone o ka ka wa nthibela mo bosuleng, gore bo se ntlele le bohutsana!” Modimo wa mo naya se o se lopileng.
”Gape le ba ba gaufi nabo, e bong go ya go fitlha kwa goora Isakare, le kwa goo rra Sebulone, le kwa goo rra Nafetali, ba tla ba belesitse dijo ka diesele, le ka dikamela, le ka dimmoulo le ka dikgomo; dijo tsa boupe, le mengoloi ya difeige, le marose a ditshwabi tsa mefine, le bojalwa jwa mofine, le lookwane, le dikgomo le dinku ka letlotlo; gonne go no go na le boitumelo mo Iseraele.
”Jaana bona, mo bobotlaneng jwa me ke baakanyeditse ntlo ya ga Jehofa dikelokerama tsa gouta di le 3 400 000 le dikilokerama tsa selefera di le 34 000 000; kgotlho yone le tshipi ke mo go se nang selekanyo sa bokete; gonne go eme ka letlotlo; dikgong le tsone le maje ke a baakantse; o ka nna wa go oketsa fela.
”Ke baakanyeditse ntlo ya Modimo wa me ka thata yotlhe ya me, gouta ya go dira dilo tsa gouta, selefera sa go dira dilo tsa selefera, kgotlho ya go dira dilo tsa kgotlho, tshipi ya go dira dilo tsa tshipi, dikgong tsa go dira dilo tsa dikgong; majana a šohama, majana a a tlaa tlhongwang, majana a a gomang mo dilong tse dirilweng, le a a mebala mengwe le mengwe, majana mangwe le mangwe a a tlhokegang le maje a marabele ka letlotlo. Gape, e re ka ke tlhomile pelo ya me mo ntlong ya Modimo wa me, mme e re ka ke na le khumo ya gouta le ya selefera, e e leng ya me, ke e ntshetsa ntlo ya Modimo wa me, godimo ga tsotlhe tse ke di baakanyeditseng ntlo e e boitshepo,
”ba ntshetsa tirelo ya ntlo ya Modimo gouta e le dikilokerama di le 170 000, le dikilokerama di le 84, selefera se le ditone di ka nna 340, kgotlho e le ditone di ka nna 620, tshipi e le 3 400. Batho ba majana a a tlhokegang a fitlhetsweng mo go bone, ba a tsenya mo khumong ya ntlo ya ga Jehofa e e mo seatleng sa ga Jehiele wa Mogerešone. Foo batho ba itumela ka ba ntsha ka peleego, gonne ba ne ba naya Jehofa ka boitumelo ka pelo e e itekanetseng; kgosi Dafite le ene a itumela ka boitumelo jo bogolo.
”Khumo le yone tlotlo di tswa mo go wena, o busa gotlhe fela; mo seatleng sa gago go na le nonofo le bonatla; le go godisa go mo seatleng sa gago, le go abela botlhe thata.
”“Mme nna ke mang, le batho ba me ke bomang, fa e bo ne ne fano re ntsha dilo ka pelo yotlhe ka mokgwa o o ntseng jaana? Gonne dilo tsotlhe di tswa mo go wena, mme re go neile mo e leng ga gago fela.
”Jehofa Modimo wa rona, bontsi jotlhe jwa dilo tse re di baakantseng go tla re go agela ntlo ya leina la gago le le itshepileng, di tswa mo seatleng sa gago, ke tsa gago tsotlhe fela.
”Modimo wa raya Solomone wa re: “E re ka selo se, se ne se le mo pelong ya gago, mme o se ka wa lopa khumo, kgotsa dithoto, kgotsa tlotlo, kgotsa botshelo jwa bone ba ba go ilang, le gone wa se ka wa lopa go tshela ka lobaka lo loleele; mme o itopetse botlhale le kitso, gore o tle o atlhole batho ba me, ba ke go dirileng kgosi ya bone, o a bo newa botlhale le kitso; mme ke tlaa go naya khumo le thoto le tlotlo, tse di se kang tsa bonwa ke dikgosi dipe tse di kileng tsa nna pele ga gago, le fa e le tse di tlaa tlang morago ga gago, ga go ketla go nna le dipe tse di tlaa bonang jalo.”
”Kgosi ya dira selefera le gouta tsa nna jaaka maje mo Jerusalema, le masetara a a dira gore a nne jaaka ditlhare tsa masekamore a a mo lefatsheng le le khuti, ka bontsi.
”Gape a laola batho ba ba agileng mo Jerusalema, gore ba ntshe kabelo ya baperesiti le Balefi, gore ba ineele mo molaong wa ga Jehofa. E rile taolo eo e sena go utlwalelwa kwa ntle, bana ba Iseraele ba ntsha letlotlo la mabutswapele a mabele, le a bojalwa jwa mofine, le a lookwane, a dinotshe, le a totafalo yotlhe ya naga; le sa bosome sa dilo tsotlhe, ba se lere se le letlotlo fela.
”Foo ga tsoga go gowa ga batho le ga basadi ba bone ka ga Bajuta bana ba ga rraabo. Gonne go no go na le ba ba reng: “Rona, le bomorwaa rona, le bomorwadia rona, re bantsi; a re batleng mabele, gore re je re tshele.” Gape go na le ba ba reng: “Re ntsha matlhagare a rona peelo, le masimo a rona a mafine, le matlo a rona; a re batleng mabele ka ntlha ya leuba.” Gape go no go na le ba ba reng: “Re adimile madi a lekgetho la kgosi ka matlhagare a rona le ka masimo a rona a mafine. Le fa go ntse jalo gompieno nama ya rona e nngwe fela le nama ya bana ba ga rraa rona, bana ba rona ba bangwe fela le bana ba bone; mme bonang, rona re a bo re isa bomorwaa rona le bomorwadia rona mo botshwarong jwa go nna batlhanka, le bangwe ba bomorwadia rona ba setse ba le mo botlhankeng le gompieno; le gone ga re na nonofo ya go go thiba; gonne batho ba sele ba tshotse matlhagare a rona le masimo a rona a mafine.” E rile ke utlwa go gowa ga bone le mafoko a, ka nna bogale thata. Foo ka ikgakolola, ka ganela le magosana le balaodi, ka ba raya ka re: “Lo tsaya koketso ka patiko, mongwe le mongwe mo go ngwana wa ga rraagwe.” Ka ba epela pitso e kgolo. Ka ba raya ka re: “Rona ka fa nonofong ya rona re rekolotse Bajuta bana ba rraa rona, ba ba neng ba rekisitswe mo ditšhabeng; a lona lo rata go rekisa ba e leng bana ba rraa lona, a ba bile ba ka rekisiwa mo go rona?” Foo ba didimala fela, ba se ka ba bona lefoko le fa e le le lengwe fela go le bua. Gape ka re: “Selo se lo se dirang ga se molemo; a ga lo a tshwanela go sepela mo go boifeng Modimo wa rona ka ntlha ya kgobo ya ditšhaba tse e leng baba ba rona? Le nna, le bonnake, le batlhanka ba me, re ba adima madi le mabele ka go lopa koketso. Ke a lo rapela, a re bakeleng go lopa koketso e. Ke a lo rapela, ba reboleleng fela gompieno matlhagare a bone, le masimo a bone a mafine, le masimo a bone a matlhware, le matlo a bone, le bontlhanngwe jwa selekgolo sa madi, le sa mabele, le sa bojalwa jwa mofine le sa lookwane, dilo tse lo di tsayang mo go bone ka patiko.” Foo ba re: “Re tlaa di rebola, mme ga re ketla re lopa sepe mo go bone; re tlaa dira jalo, fela jaaka o bua.” Foo ka bitsa baperesiti, ka ba ikanisa, gore ba dire ka fa lefokong leo la tsholofetso. Gape ka ikudubatsa seatla sa kobo, ka re: “A Modimo o udubatse o bo o ntshe jalo mo ntlong ya gagwe, le mo tirong ya gagwe, motho mongwe le mongwe yo o sa dirafatseng tsholofetso e; a a udubadiwe fela jalo, a dirwe lolea fela.” Mme phuthego yotlhe ya re: “Amene!” mme ba baka Jehofa. Batho ba dira ka fa lefokong leo la tsholofetso eo.
”“Ra thelela tshupelo ya dikgong bola, rona baperesiti le Balefi, le batho, go di lere mo ntlong ya Modimo wa rona, ka fa makgotleng a borraetsho, ka dipaka tse di laotsweng, ka ngwaga le ngwaga, go fisiwa mo sebesong sa ga Jehofa Modimo wa rona, jaaka go kwadilwe mo molaong; le go lere mabutswapele a mmu wa rona, le mabutswapele a loungo lotlhe lwa ditlhare dingwe le dingwe, ka ngwaga le ngwaga, mo ntlong ya ga Jehofa. “Le motsalwapele wa bana ba rona ba basimane, le maitibolo a ditshedi tsa rona, jaaka go kwadilwe mo molaong, le ditsalwapele tsa matlhape le tsa matsomane a rona, go di isa mo ntlong ya Modimo wa rona, kwa baperesiting ba ba direlang mo ntlong ya Modimo wa rona. “Le go re mabutswapele a boupe jwa rona, le ditshupelo tsa rona tsa tsholetso, le loungo lwa ditlhare dingwe le dingwe, bojalwe jwa mofine le lookwane, re di ise kwa baperesiting mo matlwaneng a ntlo ya Modimo wa rona, le tsa bosome tsa mmu wa rona, kwa go Balefi; gonne bone Balefi, ba tsaya tsa bosome mo metseng yotlhe ya malemo a rona. Moperesiti morwa Arone o tlaa nna le Balefi, fa Balefi ba tsaya tsa bosome; mme Balefi ba tlaa isa sa bosome sa tsa bosome kwa ntlong ya Modimo wa rona, mo matlwaneng, mo ntlong ya dikhumo. Gonne Baiseraele le bana ba ga Lefi ba tlaa isa tshupelo ya tsholetso ya mabele, le ya bojalwa jwa mofine le ya lookwane mo matlwaneng, kwa dilwana tsa felo ga boitshepo di teng, le kwa baperesiti ba ba direlang, le balebedi ba kgoro, le baopedi ba teng; mme ga re ketla re latlha ntlo ya Modimo wa rona.”
”o ne a mmaakanyeditse ntlwana e kgolo, mo e rileng gale ba bo ba tsenya ditshupelo tsa boupe gone, le lebano, le dilwana, le tsa bosome tsa mabele, le bojalwa jwa mofine, le lookwane, tse di ne di tle di ntshiwe ka taolo e le tsa Balefi, le tsa baopedi le balebedi ba kgoro; di na le ditshupelo tsa tsholetso tsa baperesiti.
”Foo Bajuta botlhe ba lere sa bosome sa mabele, le sa bojalwa jwa mofine, le sa lookwane, mo matlong a dikhumo.
”Dithuo tsa gagwe le tsone e le dinku di le 7 000, dikamela di le 3 000, dipholo tsa dikgomo e le tsa bojokwe ba le 500, diesela tse dinamagadi di le 500, ba ntlo ya gagwe ba le bantsi thata; jalo monna yoo a bo a feta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo. Bomorwawe ba ne ba tle ba ye go dira modiro mo ntlong ya mongwe le mongwe ka letsatsi la gagwe; mme ba rome ba ye go bitsa bokgaitsadia bone ba bararo, gore ba tle go ja le go nwa nabo.
”mme a re: “Ke dule mo sebopelong sa ga mme ke sa ikatega, ke tlaa boela gone ke sa ikatega; Jehofa o ne a nneile, mme Jehofa o tlositse; a go bakwe leina la ga Jehofa.”
”O komeditse dikhumo, mme o tlaa ba a di tlhatsa; Modimo o tlaa di gelola mo mpeng ya gagwe.
”Gonne o patikile a latlha bahumanegi; o gapile ntlo ka thata, e o ne a se ka a e aga.
”Ba fetise malatsi a bone mo tlhogonolofalong, mme e a re ka ponyo ya leitlho ba kotlomelele fela mo Bobipong.
”Gonne o tshotse dipeelo mo go ngwana a rraago ka lefela, wa apola ba ba sa ikategang diaparo tsa bone. Ga o a nosa balapi metsi, o timile ba ba bolailweng ke tlala dijo.
”Mothatayotlhe e tlaa nna ene khumo ya gago le selefera sa gago se se tlhokegang.
”Go na le ba ba sutisang melelwane; ba gape matsomane ka thata, ba a hudise. Ba gapele koo esela ya lesiela, ba tseye kgomo ya mosadi wa motlholagadi ba e ntshe peelo. Ba fapose batlhoki mo tseleng; bahumanegi ba lefatshe ba iphitlhe mmogo. Bonang, bone ba tswele kwa tirong ya bone jaaka diesela tsa naga, ba batlhe kotlo ka tlhoafalo; naga e ba ntshetse dijo tsa bana ba bone. Ba ikgele morogo mo nageng; ba ronope tshimo ya mofine ya moikepi. Ba lale fela ba sa ikatega, ba se na dikobo, ba bile ba se na seaparo mo serameng. Ba kolobe ka marothodi a kwa dithabeng, ba tlamparele lefika ka go tlhoka boitshubelo. Go na le ba ba phamolang lesiela mo letseleng, mme ba tseye peelo mo bahumaneging; ba bo ba tle ba tsamaye ba sa ikatega ba se na diaparo, mme e re ka ba le tlala, ba rore dingata tsa mabele;
”Gonne tatlhego e e tswang mo Modimong e ne e le theregiso mo go nna mme ka ntlha ya tlotlomalo ya one ke ne ke sa nonofa go dira sepe. “Fa ke dirile gouta tsholofelo ya me, mme ka raya gouta e e itshekileng ka re: ‘O boikanyo jwa me;’ fa ke itumetse ka gobo khumo ya me e le kgolo, le ka gobo seatla sa me se bapetse thata;
”Bogolo jang ga go a tshwanela ga rewa one jalo, o o sa tlhokomeleng sebele sa dikgosana, le o o sa gopoleng bahumi bogolo go bahumanegi, gonne botlhe ke tiro ya diatla tsa one.
”E rile Jobe a rapelela ditsala tsa gagwe, Jehofa a busa botshwaro jwa gagwe; Jehofa a ba okeletsa Jobe ka sebedi bogolo go tse o kileng a bo a na natso gale.
”Mo lefatsheng lotlhe go ne go se na basadi bape ba bantle jaaka bomorwadia Jobe; rraabo a ba naya boswa mo go bokgaitsadia bone.
”Ntopa, mme ke tlaa go naya merafe go nna boswa jwa gago, le dikhutlo tsa lefatshe go nna thuo ya gago.
”Gonne batlhoki ga ba ketla ba lebalwa ka metlha yotlhe, le fa e le tebelelo ya bahumanegi ga e ketla e nyelela ka bosakhutleng.
”Gonne moikepi o belafala ka ga keletso ya pelo ya gagwe, le yo o pelotshetlha o a itatola, ee, o kgala Jehofa.
”Yo o sa neeleleng madi a gagwe gore a okediwe, le fa e le go amogela tuelo go tlhokofatsa yo o se nang molato. Yo o dirang dilo tse ga a ketla a tshikinyega gope.
”Jehofa ke kabelo ya boswa jwa me, le ya senwelo sa me; o emetse se ke se abetsweng. Melelwane e ntiteetse mo mafelong a mantle; ee, ke na le boswa jo bontle.
”Jehofa ke modisa wa me; ga nketla ke tlhoka sepe.
”A ko lo boifeng Jehofa, lona baitshepi ba gagwe; gonne ga go na go tlhoka mo go ba ba mmoifang.
”Marapo a me otlhe a tlaa re: “Jehofa, mang yo o tshwanang nao? Yo o gololang mohumanegi mo go yo o thata bogolo go ene, ee, mohumanegi le motlhoki mo go ene yo o mo thukhuthang?”
”Ikanye Jehofa, o bo o dire molemo; aga mo lefatsheng o latelele boikanngo. Le gone o inatefise mo go Jehofa; mme o tlaa go naya dikeletso tsa pelo ya gago.
”Nkile ka ne ke le lekau mme jaana ke tsofetse; le fa go ntse jalo ga ke ise nke ke bone mosiami a latlhilwe, le fa e le bana ba gagwe ba legalegela dijo. Ka letsatsi lotlhe o tlhola a dira ka pelotshweu, a adime, mme losika lwa gagwe lo segofale.
”Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.
”Nna ke lehuma, ke a tlhoka; le fa go ntse jalo, Morena o a nkgopola; wena o thuso ya me, le mogolodi wa me; o se ka wa diega, Modimo wa me.
”Go sego yo o gopolang bahumanegi; Jehofa o tlaa mo golola mo motlheng wa bosula. Jehofa o tlaa mo tlamela, a ba a mo tshedisa, mme o tlaa segofala mo lefatsheng. O se ka wa mo neela mo go rateng ga baba ba gagwe.
”Mo go ba ba ikanyang lohumo lwa bone, ba belafala ka bontsi jwa dikhumo tsa bone. Ga go na ope yo o ka rekololang ngwana wa ga rraagwe ka gope, le fa e le go mo ntshetsa serekololo go se naya Modimo. (Gonne thekololo ya mowa wa bone e topo e thata, e na le go tlhobogwa ka bosakhutleng;)
”“Bonang, monna yo, ke ene yo o neng a se ka a dira Modimo thata ya gagwe; mme a ikanya bontsi jwa dikhumo tsa gagwe, a ba a ithatafatsa mo boikepong jwa gagwe.”
”Lo se ka lwa ikanya patiko, lo bo lo se ka lwa thetha ka bogodu; e re fa mahumo a tota, lo se ka lwa tlhoma pelo tsa lona mo go one.
”Gonne o tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka.
”Atlholelang bahumanegi le masiela; direlang ba ba patikwang le batlhoki tshiamo. Falodisang bahumanegi le batlhoki; ba gololeng mo seatleng sa baikepi.
”Gonne Jehofa Modimo ke letsatsi le thebe; o tlaa aba tshegofatso le kgalalelo; ga go na sepe se se molemo se o tlaa ganang ka sone mo go ba ba tsamayang ka thokgamo.
”O tlhokometse morapelo wa ba ba hotlhegileng ba se na sepe, ga a ka a nyatsa morapelo wa bone.
”Khumo e mo ntlong ya gagwe, le letlotlo; le tshiamo ya gagwe e eme ka bosakhutleng.
”Go tle go atlegele motho yo o direlang batho ka bopelotshweu a ntshe a adime fela; o tlaa emela mafoko a gagwe sentle fa go le tsheko.
”O kakatlolola mohumanegi mo loroleng, a tsholetse motlhoki a mo tlose mo thotobolong; gore a tle a mmeye mo dikgosaneng, e bong mo dikgosaneng tsa batho ba gagwe.
”Medimo ya bone ya disetwa ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho fela.
”A Jehofa a lo atise segolo bogolo, lona le bana ba lona. Lo segofadiwe ke Jehofa yo o dirileng legodimo le lefatshe.
”Ke tlaa ntshetsa Jehofa eng ka ntlha ya masego otlhe a gagwe a o a ntiretseng?
”Matlho a dilo tsotlhe a lebeletse wena; mme o tle o di fe dijo tsa tsone mo metlheng e e lebanyeng. O huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela.
”Ditsela tsa mongwe le mongwe yo o sefatlha ka ga papadi di ntse jalo, e tle e bolaye beng ba yone.
”fa o mmatla jaaka e ka bo e le selefera, fa o mo hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng; foo o tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo.
”Tlotla Jehofa ka thoto ya gago, le ka tsa ntlha tsa totafalelo yotlhe ya gago. Jalo mabolokelo a gago a tlaa tlala letlotlo, le dithatholelo tsa gago di tlaa penologa bojalwa jo boša.
”Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale, le motho yo o bapalang tlhaloganyo. Gonne tlhwatlhwa ya yone e gaisa tlhwatlhwa ya selefera, le papadi ya lone e gaisa papadi ya gouta e e itshekileng. O tlhokega bogolo go diperela; mme mo dilong tsotlhe tse o ka di eletsang ga go na sepe se se ka tshwantshiwang nae.
”Ba ba tshwanetsweng ke go direlwa molemo, o se ka wa gana ka one, fa go le mo thateng ya seatla sa gago go o dira. O se ka wa raya wa gaeno wa re: “Tsamaya, o bo o tle gape, ka moso ke tlaa go naya;” le mororo selo o na naso.
”Morwaaka, fa o ineetse go nna moemedi wa motho wa gaeno, fa o opantse diatla tsa gago le moeng, o a bo o raetswe ke mafoko a molomo wa gago, o tshwerwe ke mafoko a molomo wa gago. Dira jaana, morwaaka, mme o ikgolole, ka e le fa o tsenye mo seatleng sa wa gaeno jaana; ya, o ikokobetse, o kokotlele wa gaeno. O se ka wa lesa matlho a gago a robala, le fa e le dintshi tsa matlho a gago go bokalala. O bo o ikgolole jaaka tshephe mo seatleng sa motsomi, le jaaka nonyane mo seatleng sa motshwara nonyane.
”Batho ga ba nyatse legodu, fa le utswa gore mowa wa lone o kgore, motlhang le bolawang ke tlala. Mme fa le tshwerwe, le tlaa lefa gasupa; le tlaa ntsha thoto yotlhe ya ntlo ya lone.
”Dikhumo ke na natso le tlotlo, ee, dikhumo tse di tlhomameng, le tshiamo. Loungo lwa me lo molemo bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e e itshekileng; le totafalelo ya me bogolo go selefera se se tlhophegileng. Ke sepela mo tseleng ya tshiamo, mo gare ga ditselane tsa tshiamiso. Gore ba ba nthatang ke ba jese boswa jwa dilo, le gore ke tlatse matlo a bone a a bayang mahumo.
”Dikhumo tsa boikepo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong. Jehofa ga a ketla a leseletsa mowa wa mosiami go nna mo logabeng, mme o kgoromeletsa keletso ya moikepi koo. Motho yo o dirang ka seatla se se bolea o tle a humanege, mme seatla sa yo o tlhoafetseng se a humisa. Yo o kokoanyang go le selemo ke ngwana wa mosimane yo o botlhale, mme yo o robalang mo motlheng wa thobo ke ngwana wa mosimane yo o tlhabisang ditlhong.
”Khumo ya mohumi ke yone motse wa gagwe o o thata, se se senyang bahumanegi ke lehuma la bone.
”Loleme lwa mosiami lo ntse jaaka selefera se se tlhophegileng, mme pelo ya moikepi e molemo o monnye fela. Dipounama tsa mosiami di otla batho ba bantsi, mme masilo a swa ka go tlhoka tlhaloganyo. Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.
”Selekanyo sa pego se se tsietsang ke se se makgapha mo go Jehofa, mme sebokete se se lekanyeng se a mo natefela.
”Yo o leng moemedi wa moeng o tlaa babalesega ka gone, mme yo o ilang kemelo o tlhomame. Mosadi yo o pelotshweu o nnela ruri le tlotlo; mme batho ba ba thubakang ba nnela ruri le khumo.
”Go na le mo go gasegang, mme go totafale bogolo, mme go bile go na le gonoga bogolo go tshwanelo, mme go ise lehumeng fela. Motho yo o fang ka pelontle o tlaa nontshiwa, le yo o nosang le ene ka esi o tlaa nosiwa. Yo o gonang ka mabele, batho ba tlaa mo hutsa, mme tshegofatso e tlaa nna mo tlhogong ya yo o a rekisang. Motho yo o batlang molemo ka tlhoafalo o batla botsalano, mme yo o senkang bosenyi, bo tlaa tla mo go ene. Yo o ikanyang khumo ya gagwe o tlaa wa, mme mosiami o tlaa kgaba jaaka lekakaba le letala.
”Mowa wa serorobe o a eletsa, mme ga o na sepe, mme mowa wa motlhoafadi o tlaa nontshiwa.
”Go na le yo o ikhumisang, le fa go ntse jalo ga a na sepe; go na le yo o ikhumanegisang, le fa go ntse jalo a ne le khumo e kgolo. Serekololo sa botshelo jwa motho ke dikhumo tsa gagwe, mme mohumanegi ga a utlwe go bopelwa gope.
”Khumo e e bonyweng ka boithamako e tlaa ngotlafadiwa, mme yo o phuthang ka go dira ka mabogo o tlaa totelwa.
”Motho yo o molemo o tlogelela bana ba gagwe boswa, mme khumo ya moleofi e beetswe basiami.
”Mohumanegi o ilwa le ke wa ga gabo, mme mohumi o na le ditsala di le dintsi. Yo o nyatsang wa ga gabo o a leofa, mme yo o tlhomogelang mohumanegi pelo go sego ene. A ga ba timele ba ba logang bosula? Mme go tlaa nna boutlwelobotlhoko le boammaaruri kwa go ba ba logang molemo. Mo tirong yotlhe go na le thuso; mme palabalo ya dipounama e isa fela mo khumanegong.
”Yo o patikang mohumanegi o kgoba Mmopi wa gagwe, mme yo o tlhomogelang motlhoki pelo o a mo tlotla.
”Mo ntlong ya mosiami go na le khumo e kgolo, mme mo dibapalong tsa baikepi go na le letshwenyo.
”Bonnye fa bo na le poifo ya ga Jehofa, bo molemo bogolo go khumo e kgolo, fa e na le letshwenyo. Go ja dijo tsa merogo fela, fa e na le lorato, go molemo bogolo go kgomo e e otlilweng, fa e na le kilo.
”Yo o segagapa mo papading o tshwenya ntlo ya gagwe, mme yo o ilang dimpho o tlaa tshela.
”Bonnye, fa bo na le tshiamo, bo molemo bogolo go dibapalo tse dikgolo, fa di se na tshiamo.
”Go molemo jang go bona botlhale bogolo go gouta! Ee, go bapala tlhaloganyo go ka itshenkelwa bogolo go selefera.
”Go molemo thathana e e omeletseng fa e na le boiketlo, bogolo go ntlo e go jelwang dijo tse di tletsetletseng mo go yone, fa go na le komano. Motlhanka yo o dirang ka botlhale o tlaa busa yo e leng ngwana wa kgotla yo o tlhabisang ditlhong, mme o tlaa arogana boswa le bomorwa motho. Pitsa e e tlhaolosang e diretswe selefera, le boubelo bo diretswe gouta, mme Jehofa o leka dipelo.
”Motho yo o se nang tlhaloganyo o opa legofi a ba a nna moemedi wa motho mo ponong ya wa ga gabo.
”Mohumanegi o tle a bue ka dithapelo, mme mohumi ene o fetola ka bopelompe.
”Yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa, mme o tlaa ba a mo duelela tiro ya gagwe e e molemo.
”Serorobe se tle se gane go lema ka gobo go le mariga, ke gone ka moo e tlaa reng go rojwa o tlaa kopa, mme o tlaa bo a sa bone sepe.
”Dibokete tsa selekanyo tse di fapaanyeng, le dielo tse di fapaanang, tsotlhe tsoo pedi ke sefedisapelo mo go Jehofa.
”Senkgwe sa tsietso se monate mo mothong, mme morago ga moo molomo wa gagwe o tlale makgabana.
”Boswa e ka re gongwe bo ka bonwa ka potlako mo tshimologong, mme bokhutlo jwa jone ga bo ketla bo segofala.
”Dikgopolo tsa batlhoafadi di ganelela kwa letlotlong fela, mme mongwe le mongwe yo o potlakang o potlakela go ya kwa go tlhokeng fela. Go bapala dikhumo ka loleme lo lo akang, ke mouwane o o kgweelediwang kwa le kwa; ba ba di batlang ba batla loso.
”Le fa e le mang yo o thibelang go gala ga mohumanegi ditsebe tsa gagwe, le ene o tlaa gala, mme ga a ketla a utlwiwa.
”Yo o ratang letlhapelo o tlaa nna mohumanegi, yo o ratang bojalwa jwa mofine le lookwane ga a ketla a huma. Moikepi o nna serekololo sa mosiami; le yo o bonongwane a nne mo boemong jwa mothokgami. Go molemo go nna mo lefatsheng le le sa nnweng fela, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang le yo o khutlogang. Go na le khumo e e tlhokegang le lookwane mo ntlong ya motho yo o botlhale, mme motho yo o seeleele a e kometse.
”Keletso ya seramatla e a se bolaya, gonne diatla tsa sone di gana go dira. Go na le yo o eletsang ka bopelotshetlha motshegare otlhe, mme mosiami o aba fela, a sa rekegele.
”Leina le le molemo le tshwanetse go itshenkelwa bogolo go dikhumo tse dikgolo, le botsalano jwa lorato bogolo go selefera le gouta. Bahumi le bahumanegi ba a kopana, Jehofa ke modiri wa bone botlhe.
”Mohumi o laola mohumanegi, le moadimi ke motlhanka wa yo go adingwang mo go ene. Yo o jalang boikepo o tlaa roba tshenyegelo, le thupa ya gagwe ya tšhakgalo e tlaa tlhaela go betsa. Yo o leitlho le lebang ka molemo o tlaa segofadiwa, gonne o tle a phumusetse mohumanegi dijo tsa gagwe.
”Yo o patikang mohumanegi go ikokotleletsa, le yo o abelang mohumi, o tlaa fitlha mo go tlhokeng fela.
”O se ka wa thukhutha mohumanegi, ka gobo e le mohumanegi, le gone o se ka wa re o le kwa kgotleng wa bogisa yo o patikegang. Gonne Jehofa o tlaa ba ganelela, o tlaa thopa botshelo jwa bone ba ba ba thopang.
”O se ka wa nna mongwe wa ba ba opanang diatla, le fa e le wa bone ba e leng baemedi ba melato. E tlaa re fa o se na se o ka duelang ka sone, o ka bo a tlosetsang bolao jwa gago tlase ga gago?
”O se ka wa itapisetsa go humisiwa, khutlela botlhale jwa gago. A o a bo o tlaa tlhoma matlho mo go sone se se seyong? Gonne ruri dikhumo di tle di itirele diphuka, jaaka ntswi yo motona yo o fofelang kwa legodimong.
”Gonne motagwi le yo o tlabuelang dijo ba tlaa humanega, le kotselo e tlaa apesa motho dikatana.
”Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyo. Le matlwana a yone a tle a tladiwe dikhumo tse di tlhokegang le tse dintle, ka kitso.
”Nama o sa robetse go le gonnye, o otsele go le gonnye, o lesololele boroko diatla; jalo khumanego ya gago e tlaa tla jaaka senokwane, le lehuma la gago jaaka monna yo o tlhometseng dibolao.
”Lefoko le le buiwang ka tebang ya lone, le tshwana jaaka boapole ba gouta mo dirotong tsa selefera.
”Fa mmaba wa gago a bolawa ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora o mo nose metsi; gonne o tlaa bo o tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe, mme Jehofa o tlaa go duela.
”gonne dikhumo ga di nne ka bosakhutleng; le e leng serwalo sa bogosi a se tle se nne go ya tshikatshikeng tsotlhe?
”Mohumanegi yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, o molemo bogolo go yo o lesoko mo mekgweng ya gagwe, le fa a humile. Yo o tshegetsang molao ke ngwana yo o botlhale, mme yo o leng monkana wa diapu o tlhabisa rraagwe ditlhong. Yo o kokotletsang thoto ya gagwe ka go lopa koketso le ka loatiso, o e phuthela ene yo o utlwelang bahumanegi botlhoko.
”Mohumi o ipona botlhale, mme mohumanegi yo o nang le tlhaloganyo a mo kheleise.
”Yo o lemalemang masimo a gagwe o tlaa bona letlotlo la dijo, mme yo o salang baithamaki morago o tlaa bona khumanego e e tletseng. Monna yo o boikanngo o tlaa nna le letlotlo la matshego, mme yo o potlakelang go huma ga a ketla a tlhoka go bediwa. Go gopola bomangmang jwa batho ga go molemo, le fa e le go dira tlolo, gore motho a bone dijonyana. Yo o leitlho le le bosula o itlhaganelela dikhumo, mme a sa itse fa botlhokwa bo tlaa mo wela. Yo o kgalemelang motho o tlaa nama a bona botsalano bogolo go yo o hakang ka loleme. Yo o utswelang rraagwe kgotsa mmaagwe, mme a re: “Ga se tlolo epe;” motho yoo ke monkana wa sesenyi.
”Yo o abelang bahumanegi ga a ketla a tlhoka, mme yo o ipipang matlho o tlaa bona phutso gantsintsi.
”Mosiami o tlaa tlhokomela mafoko a bahumanegi, mme moikepi ga a na tlhaloganyo ya go a itse.
”Yo o tlhakanetseng tiro le legodu o ikila mowa, mme o utlwa ikaniso, mme ga a bolele sepe.
”boithamako le maaka o di beye kgakala le nna; o se ka wa nnaya khumanego le fa e le khumo; nkotla ka dijo tse di ntekanyeng; nka tla ka kgora, mme ka go itatola, ka re: “Jehofa e mang?” Kgotsa fa ke humanegile nka tla ka utswa, mme ka dira leina la Modimo wa me matlhapa.
”Tumolola molomo, o atlhole ka tshiamo, o atlholele bahumanegi le batlhoki. E mang yo o ka bonang mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng? Gonne tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya majana a a tlhokegang kgakala.
”O tle a huporololele bahumanegi seatla; ee, a otlololele batlhoki mabogo.
”Ka itirela ditiro tse dikgolo; ka ikagela matlo; ka itlhomela masimo a mafine; ka itirela masimo le maemo a ditlhare, mme ka tlhoma ditlhare mo go one, tsa mehuta yotlhe ya maungo; ka itirela makadiba, go nosa ka one sekgwa sa lekidi kwa ditlhare di godisediwang gone. Ka reka batlhanka le malata, ka ba ka tsalelwa batlhanka mo ntlong ya me; gape ke ne ke na le thuo tse dikgolo tsa matlhape le matsomane, go feta botlhe ba ba neng ba le pele ga me mo Jerusalema. Ka ba ka iphuthela selefera le gouta, le khumo e e leng ya dikgosi tota, le ya dikgaolo tsa lefatshe; ka ipatlela baopedi ba banna, le baopedi ba basadi; le dilo tse di eletsegang tsa bana ba batho, le bagadingwana ba le bantsi thata. Jalo ka bo ke le mogolo, mme ka kokotlegela bogolo go botlhe ba ba neng ba le pele ga me mo Jerusalema; gape botlhale jwa me jwa sala le nna. Sengwe le sengwe se matlho a me a ne a se eletsa, ga ke a ka ka a thiba mo go sone, ga ke a ka ka ikeola pelo mo boitumelong bope, gonne pelo e ne e itumela ka ntlha ya tiro yotlhe ya me; mme se, e ne e le yone kabelo e ke e bonyeng mo tirong ya me yotlhe fela. Foo ka leba ditiro tsotlhe tse diatla tsa me di di dirileng, le letsapa le ke ne ke ineile letsapa la go le dira; mme gotlhe e ne e le boithamako le go belebetlela phefo fela, mme go se na thuso epe tlase ga letsatsi.
”Yo o ratang selefera ga a ketla a kgora selefera; le yo o ratang letlotlo ga a ketla a kgora loato; se le sone ke boithamako.
”Jaaka a dule mo sebopelong sa ga mmaagwe, o tlaa ba a tloga jaaka a tsile, a sa ikatega, mme a se ketla a tsaya sepe ka ga letsapa la gagwe, se o ka tsamayang ka sone a se tshotse mo seatleng.
”Le motho mongwe le mongwe yo Modimo o mo neileng dikhumo le thuo, wa ba wa mo naya thata ya go di ja, le go itseela kabelo ya gagwe, le go itumela mo letsapeng la gagwe; moo, ke neo ya Modimo.
”Monna yo Modimo o mo nayang dikhumo, le thuo, le tlotlo, a bile a sa tlhokele mowa wa gagwe sepe sa dilo tsotlhe tse o di eletsang, le fa go ntse jalo Modimo o sa mo neye thata ya go ja ga tsone, mme di jewe ke moeng; mo ke boithamako, e bile ke pobolo e e bosula.
”Modiro o direlwa ditshego, le bojalwa jwa mofine bo itumedisa botshelo; le madi a fenya dilo tsotlhe.
”Mo mosong o jale peo ya gago, mme mo maitseboeng o se ka wa ikgogona letsogo; gonne ga o itse e e tlaa tlhomamang, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tlaa nna molemo tsoo pedi tsa tshwana fela.
”Lefatshe la bone le lone le tletse selefera le gouta; le dikhumo tsa bone ga di na bokhutlo; le gone lefatshe la bone le tletse dipitse, le gone dikara tsa bone ga di na bokhutlo. Le gone lefatshe la bone le tletse medimo ya disetwa; ba obamela mo go dirilweng ke diatla tsa bone, se menwana ya bone e se dirileng.
”e le go thibosa batlhoki mo katlholong, le go tlosetsa bahumanegi ba batho ba me tshiamo, gore basadi ba batlholagadi ba tswe kgapo ya bone, le gore ba ntshe masiela thopo ya bone!
”Yo o pelontle o loga maano a dilo tsa bopelontle; mme o tlaa nna a tswelela mo dilong tsa bopelontle.
”“Heelang! Mongwe le mongwe yo o nang le lenyora, tlang metsing a mantsi, le yo o se nang madi; tlang lo reke, lo je. Ee, tlang lo reke bojalwa jwa mofine le maši, go sa lopiwe madi, go se na tuelo. Ana lo ntsheletsang se e seng dijo madi? Le tuelo ya mofufutso wa lona, lo e ntsheletsang se se sa yeng le pelo? Ntheetsang thata, mme lo je se se molemo, mme a mowa wa lona o itumele ka mo go nonneng.
”A ga se go abela ba ba bolailweng ke tlala dijo tsa gago, le go lere mo ntlong ya gago bahumanegi ba ba latlhegileng? O re o bona yo o sa aparang a ga se gore o mo apese? Le gore o se iphitlhele bone ba e leng nama ya gago?
”le gone fa o ntshetsa yo o bolailweng ke tlala pelo ya gago, le yo o bogisiwang fa o mmusetsa pelo; foo lesedi la gago le tlaa tlhaba mo lefifing, le bosabonaleng jwa gago bo tlaa nna jaaka motshegare;
”Foo o tlaa ba bona ka boipelo, mme pelo ya gago e tlaa tlala boitumelo; gonne letlotlo la lewatle le tlaa busediwa kwa go wena, mahumo a merafe a tlaa tla kwa go wena. Dikamela di tlaa go khurumetsa ka bontsi, dikamelana tsa Midiane le Efa; Bašeba ba tlaa tla botlhe; ba tlaa lere gouta le maswalo, ba tlaa bolela dipako tsa ga Jehofa.
”Mo boemong jwa kgotlho ke tlaa lere gouta, le kgotlho boemong jwa logong, ke lere selefera boemong jwa tshipi, le tshipi boemong jwa maje; ke tlaa dira maotlana a gago kagiso, le badirisi ba gago tshiamo.
”Wena o tlaa re o thopilwe, o tlaa dirang? Le fa o ka ikapesa ka bohibidu jo bo letlhololo, le fa o ka ikgabisa ka mekgabo ya gouta, le fa o ka itshasa matlho go a dira makalaba, wa bo o itirela bontle lefela fela; dinyatsi tsa gago di a go nyatsa, di senka botshelo jwa gago.
”“Thoto ya gago le dikhumo tsa gago ke tlaa di ntsha thopo fela di sa rekwe, mme e be e le ka ntlha ya dibe tsotlhe tsa gago, e bong mo melelwaneng yotlhe ya gago.
”Ao, wena yo o agileng mo dinokeng di le dintsi, yo o tletseng mahumo, bokhutlo jwa gago bo tsile, selekanyo sa bopelotshetlha jwa gago.
”Batho botlhe ba gagwe ba a fegelwa, ba batla dijo; ba ntshitse dilo tsa bone tse di eletsegang ba anantse ka tsone dijo tsa go ikidibolola ka tsone. “Jehofa, a ko o lebe, o bone; gonne ke befile thata.”
”Ba tlaa latlhela selefera sa bone mo mebileng, gouta ya bone e tlaa nna jaaka selo se se itshekologileng; selefera sa bone le gouta ya bone ga di ketla di lekana go ba golola mo letsatsing la kgalefo ya ga Jehofa; ga di ketla di thethebatsa mewa ya bone, le fa e le go kgorisa mala a bone; gonne e ne e ntse e le sekgopi sa boikepo jwa bone.
”Bona, boikepo jwa ga Sotoma monnao e ne e le jone jo; o ne a na le boikgodiso, le letlotlo la dijo, le boiketlo jo bo letlhogonolo, ene le bomorwadie; le gone ga a ka a thatafatsa seatla sa bahumanegi le batlhoki. Ba ne ba ipegela godimo, ba dira tse di makgapha fa pele ga me; ke gone ka moo ka ba tlosa ka fa ke bonyeng go le molemo ka gone.
”fa a se ka a siamololela ope, mme a reboletse motho yo o molato sebeelo sa gagwe, fa a se ka a thukhutha ope ka thata, fa a file yo o bolailweng ke tlala dijo, fa a apesitse yo o sa aparang kobo; e le yo o se kang a adima ka go lopa koketso, le fa e le go amogela ntsifatso, yo o gonneng seatla sa gagwe mo boikepong, a dirafaditse katlholo ya ammaaruri gare ga motho le motho, a sepela mo ditaong tsa me, a tshegetsa dikatlholo tsa me, a dira ka boammaaruri; ene o siame, ruri o tlaa tshela.” Go bua Morena Modimo.
”a siamololetse bahumanegi le batlhoki, a thukhuthile ka thata, a se ka a rebola sebeelo, mme a tsholeleditse matlho medimong ya disetwa, a dirile se se makgapha, a adimile ka go lopa koketso, a amogetse ntsifatso; a ke go re, ene o tlaa tshela? Ga a ketla a tshela; o dirile tse di makgapha tsotlhe tse. Ruri o tlaa swa; madi a gagwe a tlaa nna mo go ene.
”Ba amogetse dineo tsa go tsholola madi ba le mo go wena; wena o amogetse koketso le ntsifatso, o bapetse mo go bagaeno ka boiphetlho, o ba patika, mme nna o ntebetse, go bua Morena Modimo.
”Batho ba lefatshe ba patikile, ba dirile bogodu. Ee, ba tshwentse bahumanegi le batlhoki, ba ba ba patika moeng ka mo go sa siamang. Ka senka monna mo go bone, yo o tlaa baakanya lorako, le yo o tlaa emang fa pele ga me mo phatlheng go rapelela lefatshe, gore ke se ka ka le senya; mme ga ke a ka ka fitlhela ope.
”O iponetse dikhumo ka botlhale jwa gago le ka tlhaloganyo ya gago, mme o tsentse gouta le selefera mo mahumong a gago. O ntsifaditse dikhumo tsa gago ka botlhale jwa gago jo bogolo, le ka go bapala ga gago, mme pelo ya gago e itsholeditse ka ntlha ya dikhumo tsa gago.” Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: “E re ka o beile pelo ya gago jaaka pelo ya Modimo; ke gone bona, ke tlaa lere baeng mo go wena, ba ba boitshegang ba merafe; mme ba tlaa somolela bontle jwa botlhale jwa gago ditšhaka, ba tlaa leswefatsa phatsimo ya gago.
”O tlaa re: Ke tlaa bololela kwa lefatsheng la metsana e e sa agelwang dithako; ke tlaa ya kwa go ba ba iketlileng, ba agile ka thagamo, botlhe ba agile fela ba se na dithako, ba se na mephakalego le fa e le ditswalo. Go tsaya thopo, go tsaya kgapo; go ya go busetsa seatla sa gago mo mafelong a a kgakgabetseng, a gompieno a ntsweng, le go tlhabana le batho ba ba tswang go phuthwa kwa merafeng, ba bapetse dikgomo le dithoto, ba agile mo gare ga lefatshe. Ba Sheba le ba Detane, le barekisi ba Tarešiše ba na le madumedi otlhe a teng, ba tlaa go raya ba re: ‘A o tsile go tsaya thopo? A o phuthile lesomo la gago go tla go tsaya kgapo? Go tla lo isa koo selefera le gouta, go ya le dikgomo le dilwana, go tsaya thopo e kgolo?’
”Belešasare a re a sa ntse a leka bojalwa jwa mofine, a laola gore ba lere dijana tsa gouta le tsa selefera tse Nebukatenesare rraagwe o kileng a di gapa mo tempeleng kwa Jerusalema; gore kgosi le bagolwane ba yone, le basadi ba yone, le bagadingwana ba yone, ba nwele mo go tsone. Foo ba lere dijana tsa gouta tse di gapilweng mo tempeleng ya ntlo ya Modimo e e kwa Jerusalema; mme kgosi le bagolwane ba yone, le basadi ba yone, le bagadingwana ba yone, ba nwela mo go tsone. Ba nwa bojalwa jwa mofine, mme ba baka medimo ya gouta, le ya selefera, le ya kgotlho, le ya tshipi, le ya logong, le ya lentswe.
”“Jaaka ba ne ba ntse ba ntsifala, ba bo ba ntse ba nteofela fela jalo, ke tlaa fetola kgalalelo ya bone ditlhong.
”“Ke ene Mokanana, dilekanyo tsa tsietso di mo seatleng sa gagwe, o rata go patika. Eferaime a re: ‘Ke a bo ke humile, ke iponetse khumo; mo ditirong tsotlhe tsa me ga ba ketla ba fitlhela boikepo bope jo bo ka nnang boleo.’
”“Ke tlaa lo rebolela tsa dinyaga tse tsie e di jeleng, le boijane, le seboko, le mogokong, ntwa ya me e kgolo e nkileng ka e roma mo go lona. Lo tlaa jela mo letlotlong lo kgora, lo tlaa baka leina la ga Jehofa Modimo wa lona, yo o lo diretseng ka kgakgamatso; mme batho ba me ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong gope.
”Ke gone e re ka lo gatakela mohumanegi, lo tsaya mo go ene lekgetho la mabele, lo agile matlo ka maje a a betlilweng, mme ga lo ketla lo nna mo go one; lo tlhomile masimo a mafine, mme ga lo ketla lo nwa bojalwa jwa mofine jwa one. Gonne ke a itse jaaka ditlolo tsa lona di le dintsintsi, le jaaka dibe tsa lona di le thata bobe; lona ba lo patikang basiami, ba lo amogelang neo e e faposang tshiamo, lo faposa batlhoki mo kgotleng mo tshiamelong ya bone.
”Utlwang se, lona ba lo ratang go kometsa batlhoki, le go tlhokafisa bahumanegi ba lefatshe, ba lo reng: “Go rogwa ga kgwedi go tlaa feta leng, gore re tle re rekise mabele? Le sabata, gore re tle re beye mabele mo paananeng? Ka go dira seelo sa emere se nne sennye, le šekela se nne segolo, ka go ferekana ka tsietso ka dilekanyo tsa pego tsa tsietso; gore re tle re reke bahumanegi ka selefera, le motlhoki ka ditlhako tse pedi, re be re rekise mapapa a mabele.”
”Ba eletsa matlhagare, ba a tseye fela; le matlo, mme ba a tlose; ba patike monna le ba ntlo ya gagwe, e bong monna le boswa jwa gagwe.
”A botlhe ba ga ba ketla ba mo tlhabeleletsa setshwantsho le seane sa mokgobo, ba re: “A bo go latlhega ene yo o totisang se se seng sa gagwe! Ka lobaka lo lo kaye? Le yo o ikimetsang ka dipeelo!” A ga go ketla go nanoga ka tshoganetso ba ba tlaa go lomang, le go kubuga ba ba tlaa go tshwenyang, mme o tlaa nna thopo mo go bone?
”Khumo ya bone e tlaa tswa thopo, le matlo a bone tshwafalo; ee, ba tlaa aga matlo, mme ga ba ketla ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, mme ga ba ketla ba nwa bojalwa jwa mofine jwa one.”
”Go le selefera sa bone le gouta ya bone, ga di kake tsa ba golola mo motlheng wa bogale jwa ga Jehofa; mme lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la gagwe; gonne o tlaa dira bokhutlo, ee, bokhutlo jo bo boitshegang jwa botlhe ba ba agileng mo lefatsheng.
”‘Selefera ke ya me, le gouta ke ya me,’ go bua Jehofa wa masomosomo.
”Ka ba raya ka re: “Fa go le molemo mo go lona, lo nneye tuelo ya me; mme fa go sa nna jalo, lo ka lesa. Mme ba lekanya dipapetlana tsa selefera di le 30, e le tuelo ya me.” Mme Jehofa a nthaya, a re: “E latlhele mmopi wa dipitsa, e bong tlhwatlhwa e e molemo e ke e sekaseketsweng tlhwatlhwa ke bone.” Ka tsaya dipapetlana tsa selefera tse di 30, ka di latlhela mmopi wa dipitsa, mo ntlong ya ga Jehofa.
”“A motho o ka thukhutha Modimo? Le fa go ntse jalo lo a nthukhutha. Lo tle lo re: ‘Re go thukhuthile mo go eng?’ Mo go ditsabosome le mo ditshupelong. Lo hutsitswe ka phutso; gonne lo a nthukhutha, e bong morafe o otlhe fela. Lereng ditsabosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo, gore go tle go nne dijo mo tlong ya me, mme lo tle lo nteke ka gone,” go bua Jehofa wa masomosomo, “lo bone boo ga nketla ke le bulela dikgoro tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.
”Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.
”“Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone.
”Go sego ba ba bolawang ke tlala le lenyora ka ntlha ya tshiamo; gonne ba tlaa kgorisiwa.
”Fa motho mongwe a rata a ka bo a go isa tshekong, mme a go tseela morepo, o mme a tseye kobo ya gago le yone. Le fa e le mang yo o go patikelang go tsamaya sebaka sa kilometara e le nngwe fela, ya nae di le pedi. Naya ene yo o go lopang, le yo o ratang go adima mo go wena, o se ka wa mo fularela fela.
”“Lo itise gore lo se dire tshiamo ya lona fa pele ga batho go bonwa ke bone, gonne fa lo dira jalo ga lo na tuelo kwa go Rraeno yo o kwa legodimong. “Ke gone e re fa o ntsha dikatso, o se ka wa letsa lonaka fa pele ga gago, jaaka baitimokanyi ba tle ba dire mo matlong a thuto, le mo mebileng, gore ba nne le tlotlego mo bathong. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse. Mme wena e re fa o ntsha dikatso, a seatla sa gago sa molema se se ka sa itse se seatla sa gago se segolo se se dirang, gore go ntsha dikatso ga gago go nne mo sephiring, mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.
”Re neye gompieno sejo sa rona sa letsatsi. Mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona.
”“Se iphutheleng dikhumo mo lefatsheng, kwa motoutwana o senyang teng le morodu, le kwa magodu a thubelang go utswa teng. Iphutheleng dikhumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng le fa e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeng le fa e le go utswa teng; gonne kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le yone e tlaa nna fela teng.
”“Ga go na motho ope yo o ka direlang barena ba le babedi; ka a tlaa ila yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe a ngaparele yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.
”“Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleleng botshelo jwa lona lwa re ‘Re tlaa ja eng, re tlaa nwa eng?’ Le fa e le ka ga mmele lwa re: ‘Re tlaa apara eng?’ Botshelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo? Lebang dinonyane tsa loapi, jaaka di sa jale le gone di sa robe, le fa e le go rorela mo mabolokelong; mme Rraeno wa legodimo o a di otla. Lona a ga lo tlhwatlhwa e kgolo thata bogolo go tsone? Ke ofe wa lona yo o ka ikokeletsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhobaelela bobe? “Lo itlhobaelelelang diaparo? Akanyang dithunya tsa masoma a naga, ka fa di golang ka teng: ga di dire, ga di otlhe. Le fa go ntse jalo ke a lo raya, le e leng ene Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tsone tseo. Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga jo gompieno bo emeng, mme e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong, a ga o ketla o apesa lona bogolo jang, lona ba tumelo e potlana? “Ke gone se itlhobaeleleng lwa re: ‘Re tlaa ja eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa nwa eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa apara eng?’ Gonne Baditšhaba ba batla tsone dilo tsotlhe tseo; gonne Rraeno wa legodimo o a itse fa lo tlhoka dilo tse tsotlhe. Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa. Ke gone se tlhobaeleleng moso: gonne moso o tlaa itlhobaelela ka osi. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanywe ke bosula jwa lone.
”“Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o lopang o a amogela; le yo o batlang o a bona; mme go bulelwe yo o kgwanyakgwanyang.
”Ke gone fa e le gore lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa naya ba ba mo lopang dilo tse di molemo?
”Jesu a mo raya a re: “Diphokoje di na le mesima, dinonyane tsa loapi di na le ditlhaga; mme Morwa Motho ene ga a na fa o ka bayang tlhogo ya gagwe teng.”
”Se tseyeng gouta le fa e le selefera, le fa e le kgotlho mo pataneng tsa lona tsa madi; le fa e le kuana ya loeto, le fa e le dikobo di le pedi, le fa e le ditlhako, le fa e le tsamma; gonne modiri o tshwanetswe ke sejo sa gagwe.
”Le fa e le mang yo o tlaa nayang mongwe wa babotlana ba, le fa e ka bo e le metsi a a tsididi fela ka senwelo, ka leina la me, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.”
”tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa, dingwe tsa nna lekgolo, tse dingwe tsa nna 60, tse dingwe 30.
”Wa peo e e jadilweng mo mitlweng ke yo o utlwang lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe le tsietso ya mahumo, di hupetse lefoko mme a ungologe. Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye; ke ene ruri yo o ungwang, mme go ungwa ga gagwe gongwe go nne lekgolo, gongwe go nne 60, mo gongwe 30.”
”“Bogosi jwa legodimo bo tshwana le khumo e e fitlhegileng mo nageng; e motho o ne a e bona, mme a e loba; mme ka boitumelo jwa gone, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso, a reka naga eo. “Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle. Ya re a sena go bona nngwe e e tlhwatlhwa kgolo, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso a e reka.
”Gonne motho o tlaa bo a ka thusega eng, le fa a ka fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Kgotsa, se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng?
”E rile ba sena go fitlha mo Kaperenaume, ba ba amogelang lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba re: “A moruti wa lona ga a ntshe lekgetho la tempele?” A re: “Ee, o a le ntsha.” Ya re a tsena mo ntlong, Jesu a mo raka ka go bua, a re: “Simone o gopola jang? Ana dikgosi tsa lefatshe di amogela sehuba, kgotsa lekgetho mo go bomang? A ke mo go bomorwaa tsone, kgotsa mo baennyeng?” Mme ya re a re: “Mo baennyeng,” Jesu a re: “Fa e le jalo bomorwaa tsone ba gololosegile. Le fa go ntse jalo, a re se ba kgopise; ya lewatleng, o konopele kobe, o tseye tlhapi e e tlhatlogang pele; mme o tlaa re o sena go e atlhamolosa molomo, o tlaa fitlhela ledi la bošeleng ba ba bošeleng ba ba 8; tsaya lone leo, o le ba neye, e le la me nao.”
”Ke gone bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwang le kgosi nngwe, e e neng e rata go gopola melato e e e neetseng batlhanka ba yone. E rile e simolola go gopola, ga tlisiwa kwa go yone mongwe yo o molato nayo diponto di le makgolo a lekgolo. Mme e rile ka a se na se o lefang ka sone, morena wa gagwe a laola gore a rekisiwe, le mosadi wa gagwe le bana, le dilo tsotlhe tsa gagwe, gore tefo e dirafale. Ke gone motlhanka a wela fa fatshe a mo obamela a re: ‘Morena, a ko o nne pelotelele le nna, mme ke tlaa go lefela gotlhe fela.’ Mme morena wa motlhanka yoo, ka a tlhomoga pelo, a mo golola, a mo itshwarela molato oo. “Motlhanka yoo a tswa, mme a fitlhela mongwe wa batlhanka ka ene, yo o molato nae diponto di le some; a mo tshwara a mo tlhaba dikutso a re: ‘Lefa molato wa gago.’ Jalo motlhanka ka ene a wela fa fatshe a mo rapela a re: ‘A ko o nne pelotelele le nna, mme ke tlaa go lefela.’ Mme a gana; a ya a mo latlhela mo ntlong ya kgolegelo, a tla a tsamaye a lefe molato. Jalo ya re batlhanka ka ene ba bona se se dirilweng, ba utlwa botlhoko thata, ba ya ba bolelela morena wa bone gotlhe mo go dirilweng. Foo morena wa gagwe a mo ipiletsa, a mo raya a re: ‘Motlhanka wa molotsana ke wena, ke go itshwaretse molato ole otlhe fela, ka go bo o ne o o inthapeletse. Le wena a e ne e se tshwanelo ya gago go utlwela motlhanka ka wena botlhoko, fela jaaka le nna ke go utlwetse botlhoko?’ Mme morena wa gagwe a šakgala, a mo neela batlhokofatsi, a tla a tsamaye a lefe molato otlhe fela. “Fela jalo, Rre wa legodimo o tlaa direla lona, fa lo sa itshwarelane, mongwe le mongwe wa ga gabo ka dipelo tsa lona.”
”Jesu a mo raya a re: “Fa o rata go itekanela, ya o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa dirana le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.” Ya re lekau le utlwa lefoko leo, la tsamaya ka bohutsana; gonne e ne e le motho yo o dithuo dikgolo.
”Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Ammaaruri ke a lo raya: Go tlaa thatafalela mohumi go tsena mo bogosing jwa legodimo. Ke bile ke lo raya ke re: Go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshofa la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.” Ya re barutwa ba utlwa, ba gakgamala thata, ba re: “Fa e le jalo go a bo go ka bolokwa mang?” Mme Jesu a ba leba, a ba raya a re: “Mo bathong golo mo, go retetse; mme mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
”Foo Petere a mo fetola a re: “Bona, rona re tlogetse gotlhe, mme re go setse morago; mme ka re, rona re a bo re tlaa bona eng?” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re: Lona ba lo ntshetseng morago, e tlaa re mo Bošafatsong jwa dilo tsotlhe, fa Morwa Motho a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo, le lona lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele. Mme mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo, le fa e le bomorwa rraagwe, le fa e le bokgaitsadie, le fa e le rraagwe, le fa e le mmaagwe, (le fa e le mosadi,) le fa e le bana, le fa e le masimo, ka ntlha ya leina la me, o tlaa amogela galekgolo, mme o tlaa rua botshelo jo bo sa khutleng.
”“Gonne bogosi jwa legodimo bo tshwana le motho yo o leng mong wa ntlo, yo o phaketseng a ya go thapela tshimo ya gagwe ya mafine badiri ka tuelo. Ya re a sena go dumalana le badiri fa a tlaa ba naya thušeleng ka letsatsi, a ba isa mo tshimong ya gagwe ya mafine. O tlogile a tswa, e ka ne e le ka nako ya boraro, mme a fitlhela ba bangwe ba eme mo patlelong ya borekelo, ba sa dire sepe. Le bone a ba raya a re: ‘Le lona yang mo tshimong ya mafine, mme se se siameng ke tlaa se lo naya.’ Mme ba ya. A ba a tswa gape, e ka ne e le ka nako ya borataro, le ka ya bofera o le mongwe, a dira fela jalo. E rile e ka ne e le ka nako ya 11 a tswa, a fitlhela ba bangwe ba eme fela; mme a ba raya a re: ‘Lo emetseng fano motshegare otlhe lo sa dire sepe?’ Ba mo raya ba re: ‘Ke ka gobo re sa thapiwa ke ope.’ A ba raya a re: ‘Le lona yang mo tshimong ya mafine.’ “Ya re go tsena maitseboa, morena wa tshimo a raya molebedi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba neye maduo a bone; o simolole ka ba morago go ya kwa go ba pele.’ Mme ya re go tla bone ba nako e e ka neng e le ya 11, mongwe le mongwe a amogela thušeleng. Ya re ba pele ba tla ba itlhoma ba tlaa amogela bogolo; mme le bone mongwe le mongwe a amogela thušeleng fela jalo. Mme ba re ba a amogela ba ngongoregela mong wa ntlo, ba re: ‘Ba ba morago ba dirile ka nako e le nngwe fela, mme o ba lekantse le rona, ba re itshoketseng letsapa la motshegare le mogote o o fisang.’ “Mme a fetola mongwe wa bone a re: ‘Tsala, ga ke go siamololele; a ga o a dumalana le nna ka thušeleng? Tsaya se e leng sa gago o tsamaye; go rata ga me ke go naya yo wa morago fela jaaka le wena ke go neile. A ga ke na tshiamo ya go dira ka selo sa me ka fa ke ratang ka teng? Kgotsa a leitlho la gago le ntilotse, ka gobo nna ke molemo?’ “Jalo ba morago ba tlaa nna ba pele, le ba pele ba nne ba morago.”
”Mme Jesu a tsena mo tempeleng ya Modimo, mme a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi. A ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo’; mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”
”Ke gone re bolelele gore o gopola eng? A go siame go kgethela Kaesare, kgotsa nnyaa?” Jesu a lemoga bolotsana jwa bone a re: “Lo ntalelelang, baitimokanyi ke lona? Ntshupetsang ledi la lekgetho.” Ba lere thušeleng kwa go ene. Mme a ba raya a re: “Setshwantsho se, le sekwalo se, ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Kaesare.” Foo a ba raya a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.”
”“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Lo tle lo kgethe sa bosome sa ditlhatshana tsa rothwe le thoma le mosukujwane, mme lo tlogetse dilo tsa molao tse di boima bogolo di sa dirwa, e bong tshiamiso le kutlwelobotlhoko, le boikanngo; tse lo ne lo tshwanetse go di dira, le tse dingwe lo sa di lese di sa dirwa.
”“Gonne go tshwana jaaka monna yo e rileng a etela kwa lefatsheng le sele, a bitsa batlhanka ba gagwe, a ba neela dilo tsa gagwe. Mongwe a mo neela ditalente di le tlhano, yo mongwe di le pedi, yo mongwe e le nngwe fela; mongwe le mongwe a neelwa ka fa nonofong ya gagwe; mme a itse go tloga a ya loetong lwa gagwe. Ka bonako fela yo o amogetseng ditalente tse tlhano a ya a bapala ka tsone, mme a bona ditalente tse dingwe di le tlhano. Le yo o amogetseng di le pedi fela jalo, a ya a bona tse dingwe di le pedi. Mme yo o amogetseng e le nngwe fela, a ya a e epela mo mmung, a fitlha madi a morena wa gagwe. “Jaana ya re morago go sena go feta lobaka lo loleele, morena wa batlhanka bao a tla, mme a gopola melato nabo e o e ba neetseng. Yo o ne a amogetse ditalente tse tlhano a tla a bile a tshotse ditalente tse dingwe di le tlhano, a re: ‘Morena, o ne o nneetse ditalente di le tlhano, bona, ke bile ke bapetse ditalente tse dingwe tse tlhano.’ Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le boikanngo; o ntse o le boikanngo mo dilong tse dipotlana, ke tlaa go laodisa dilo di le dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’ “Le ene yo o ne a amogetse ditalente tse pedi, a tla a re: ‘Morena, o ne o nneetse ditalente di le pedi; bona, ke bile ke bapetse ditalente tse dingwe di le pedi.’ Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘O dirile sentle motlhanka yo o molemo le boikanngo; o ntse o le boikanngo mo dilong tse dipotlana; ke tlaa go laodisa dilo di le dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’ “Le yo o ne a amogetse e le nngwe fela, a tla a re: ‘Morena, ke go itsile fa o le monna yo o pelo e thata, ka o tle o robe kwa o se kang wa jala teng, o bo o sele kwa o se kang wa gasa gone; mme ka boifa, ka ya ka fitlha talente ya gago mo mmung; bona, o na le se e leng sa gago ke se.’ “Mme morena wa gagwe a mo fetola a re: ‘Motlhanka yo o bosula le botshwakga ke wena, o itsile fa ke tle ke robe kwa ke se kang ka jala teng, ke be ke sele kwa ke se kang ka gasa teng; ke gone o ne o tshwanetse go isa madi a me kwa baatising ba one; e ne e tlaa re ke tla, ke fitlhele a oketsegile. Ke gone mo tseeleng talente eo, lo e neye yo o nang le ditalente tse some. Gonne mongwe le mongwe yo o nang le sengwe o tlaa newa, mme o tlaa nna le letlotlo; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tlaa se tseelwa. Motlhanka yo o se nang molemo, lo mo kgoromeletse kwa lefifing le le kwa ntlentle: go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.’
”Foo Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, lwa mpha dijo; ka nyorwa, lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’ “Foo basiami ba tlaa mo fetola ba re: ‘Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa? Re go bonye leng o le moeng ra go tshola, gongwe o sa apara ra go apesa? Re go bonye leng o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra ya kwa go wena?’ Mme kgosi e tlaa ba fetola e ba raya e re: ‘Ammaaruri ke a lo raya: E re ka lo go diretse mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo go diretse nna.’
”“Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme ga lo a ka lwa mpha dijo; ka nyorwa, mme lwa se ka lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa se ka lwa ntshola; ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme ga lo a ka lwa ntirela.’ “Foo le bone ba tlaa mo fetola ba re: ‘Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, kgotsa lenyora, kgotsa o le moeng, kgotsa o sa apara, kgotsa o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra se ka ra go direla?’ Foo o tlaa ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, e re ka lo se ka lwa go direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa go ntirela.’
”ga tla mosadi kwa go ene, a tshotse sedibelwana sa alebasetara, se na le setlolo se se thata bobe go rekwa, mme a se thela mo tlhogong ya gagwe, ka a dutse a ja. E rile barutwa ba bona jalo, ba gakatsega ba re: “Ana tshenyo e ke ya go reng? Gonne setlolo se, se ka bo se ne se rekisitswe, sa bona madi a le mantsi, mme a newa bahumanegi.” Jesu ka a ba lemoga, a ba raya a re: “Ana lo tshwenyetsang mosadi? Gonne o dirile tiro e e molemo mo go nna. Gonne bahumanegi lo na nabo ka metlha yotlhe; mme nna ga ke nne le lona ka metlha yotlhe.
”a re: “Lo tlaa nnaya eng, ke tle ke mo lo neele?” Mme ba mo lekanyetsa dipapetlana tsa selefera di le 30. Go tswa fa lobakeng loo a senka ka fa o ka mo ba neelang ka teng.
”Foo Jutase yo o mo okileng, o rile a bona fa Jesu a sekisitswe, a ikwatlhaya, a busetsa dipapetlana tsa selefera tse di 30 kwa ditlhogong tsa baperesiti le bagolwane. A re: “Ke leofile, ka ke okile motho yo o se nang molato.” Mme bone ba re: “Ana moo re go dirang? Moo ke dibonwa ke wena.” Mme a piriganyetsa dipapetlana tsa selefera fa fatshe mo felong ga boitshepo, a tsamaya; a ya a ipeta. Ditlhogo tsa baperesiti tsa tsaya dipapetlana tsa selefera, ba re: “Ga go a siama go di tsenya mo letloleng la dikhumo la tempele, ka e le tlhwatlhwa ya madi a motho.” Ba gakololana, ba reka ka tsone sebata sa lefatshe sa mmopi wa dipitsa, go fitlha baeng mo go lone. Ke gone sebata sa lefatshe seo sa bidiwa ga twe: “Lefatshe la madi a motho”, nako e sa le eno. Foo ga dirala se se kileng sa buiwa ke moperofeti Jeremia, fa a re: “Ba tsaya dipapetlana tsa selefera tse di 30, e le tlhwatlhwa ya yo o sekasekilweng; yo bangwe ba bana ba Iseraele ba mo sekaseketseng tlhwatlhwa. Ba di ntshetsa sebata sa lefatshe sa mmopi wa dipitsa, jaaka Morena a nketetse.”
”Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ka di gola di ata; tsa tsala, tsa nna 30, le 60, le 100.”
”Ba bangwe ke ba ba jadilweng mo mitlweng; bao ke ba ba utlwileng lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe, le tsietso ya mahumo, le dithato tsa dilo tse dingwe, di hupetse lefoko, mme ba ungologe. Mme ba ke ba ba jadilweng mo mmung o o molemo; ba utlwa lefoko, ba le tshole, ba ungwe 30, le 60, le 100.”
”A ba fetola a re: “Lona ba neyeng go ja.” Ba mo raya ba re: “A ke re ye go reka dinkgwe ka diponto di le 20, re ba neye ba je?” A ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae? Yang go bona.” Mme ya re ba sena go itse, ba re: “Di tlhano le ditlhapi di le pedi.” Mme a ba laola gore batho botlhe ba dule mo bojannyeng jo botala, ka masomo. Ba dula ba rulaganye ka makgolo, le ka bomasome a le matlhano. Mme a tsaya dinkgwe tse tlhano, le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong, a leboga, mme a ngathoganya dinkgwe; jaana a di neela barutwa go di baya fa pele ga batho; le tsone ditlhapi tse pedi a di ba abela botlhe. Ba ja botlhe, ba kgora. Mme ba sela dikabetla, tsa tlatsa diroto di le 12, le ga tsone ditlhapi. Mme ba ba jeleng dinkgwe e ne e ka ne e le banna ba le 5 000.
”le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo; dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng, mme di itshekolole motho.”
”gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, o tlaa bo boloka. Gonne go ka thusa motho eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Motho o ka ntsha eng, a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe?
”Mme Jesu a mo leba, a mo rata, mme a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela: Ya go rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; o bo o tle o ntshale morago.” Mme a bifa sefatlhogo ka lefoko leo, a tsamaya ka bohutsana, gonne e ne e le motho yo o dithuo dintsi.
”Mme Jesu a lebaleba ka fa le ka fa, a raya barutwa ba gagwe a re: “Kana ba ba nang le mahumo ba tlaa tsena mo bogosing jwa Modimo ka pitlagano jang!” Barutwa ba gakgamalela mafoko a gagwe. Jesu a ba fetola gape, a re: “Kana go thata jang mo go ba ba ikantseng nahumo go tsena mo bogosing jwa Modimo! Go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshoba la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.” Ba gakgamala thatathata, ba mo raya ba re: “Fa e le jalo go bo go ka bolokwa mang?” Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go retetse, mme e seng mo Modimong, gonne mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
”Petere a simolola go mo raya a re: “Bona, rona re tlogetse gotlhe, mme re go setse morago.” Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go motho ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa bomorwa rraagwe, kgotsa bokgaitsadie, kgotsa mmaagwe, kgotsa rraagwe, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, yo o se ketlang a bona ga lekgolo, le jaana mo lobakeng lono, e bong matlo, le bomorwa rraagwe, le bokgaitsadie, le bommaagwe, le bana, le masimo, di na le dipogiso; mme mo lefatsheng le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng.
”Mme ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo tempeleng, a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang, le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi; a se ka a leseletsa motho ope go ralala tempele a tshotse sejana. Mme a ruta, a ba raya a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe’? Mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”
”Ya re ba sena go fitlha ba mo raya ba re: “Moruti, re a itse fa o le boammaaruri, o sa re ope sepe; gonne ga o tlhokomele bomangmang jwa batho, mme o bolela tsela ya Modimo ka bommaanete; a go letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa? A ke re ntshe lekgetho kgotsa re se ka ra le ntsha?” Ene, ka a itse boitimokanyo jwa bone, a ba raya a re: “Lo nthaelelang? Nteretseng thušeleng gore ke e bone.” Ba e lere. A ba raya a re: “Setshwano se le sekwalo, ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Kaesare.” Jesu a ba raya a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Mme ba mo gakgamalela thata.
”Mme a ya a dula bolebana le letlole la madi a tempele, a bona ka fa batho ba bantsi ba tsenyang madi mo letloleng ka teng; ba ba humileng ba le bantsi ba tsenya a magolo. Mme ga tla mosadi wa motlholagadi wa sehumanegi, a tsenya madinyana a le mabedi a e a reng a kopanye e be e le bontlhanngwe jwa peni fela. A ipiletsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Motlholagadi yo, wa sehumanegi, o tsentse bogolo go botlhe ba ba tsenyang mo letloleng la madi. Gonne bone botlhe ba tsentse ga letlotlo la bone; mme ene o tsentse ga lehuma la gagwe, a tsenya gotlhe mo o nang nago, e bong gotlhe mo o tshelang ka gone.”
”Mme e rile a le kwa Bethania, mo ntlong ya ga Simone wa molepero, mme a dutse a ja, ga tla mosadi, a tshotse sedibelwana sa alebesetara se na le setlolo sa nareto, se se thata bobe go rekwa, mme a se thela mo tlhogong ya gagwe. Mme ga bo go le bangwe teng ba ba gaketseng, ba re: “Ana setlolo se fa se sentswe jaana ke go reng? Gonne setlolo se ne se ka rekisiwa, sa bona bogolo go diponto di le 30, mme tsa newa bahumanegi.” Mme ba mo ngongoregela. Mme Jesu a re: “Mo leseng, lo mo tshwenyetsang? O dirile tiro e e molemo mo go nna, gonne bahumanegi lo na nabo ka metlha yotlhe, lo ka ba direla molemo ka metlha yotlhe ka fa lo ratang ka teng; mme nna ga ke nne le lona ka metlha yotlhe.
”Bone ya re ba utlwa ba itumela, ba mo solofetsa gore ba tlaa mo naya madi. Mme a batla ka fa o ka ba mo neelang ka teng go se na kgoreletso.
”A ba fetola a re: “Yo o nang le dikobo di le pedi, a a abele yo o se nang sepe; le yo o nang le dijo, a a dire jalo.”
”Ga tla bakgethisi le bone go kolobediwa, ba mo raya ba re: “Moruti, rona re tlaa dirang?” A ba raya a re: “Se kgethiseng ka thata go fetisa mo lo go laoletsweng.” Le batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme rona re tlaa dirang?” A ba raya a re: “Se bogiseng ope, le gone se tseeleng ope sepe ka patiko, mme lo itumelele tuelo ya lona.”
”A tsholeletsa matlho a gagwe barutweng ba gagwe, a re: “Lo sego lona bahumanegi, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa lona. Lo sego lona ba lo bolawang ke tlala jaana; gonne lo tlaa kgorisiwa. Lo sego lona ba lo lelang jaana; gonne lo tlaa tshega.
”Go bo go latlhega lona ba lo humileng! Gonne lo amogetse kgomotso ya lona. A bo go latlhega lona ba lo kgotsheng jaana! Gonne lo tlaa bolawa ke tlala. Go latlhega lona ba lo tshegang jaana! Gonne lo tlaa hutsafala lo lela.
”Ene yo o go fapholang mo lesameng lengwe, mo neele le le lengwe; le yo o go tseelang kobo, le kojana o se ka wa gana ka yone. Naya mongwe le mongwe yo o go lopang, le yo o go tseelang dilwana tsa gago, o se ka wa ba wa di mo lopa.
”“Fa lo rata ba ba lo ratang, lo bo lo na le tebogo efe, gonne baleofi le bone ba rata ba ba ba ratang? Fa lo direla bone molemo ba ba lo direlang molemo, lo bo lo na le tebogo efe, gonne baleofi le bone ba dira fela jalo?
”Fa lo adima bone ba lo solofetseng go amogela mo go bone, lo bo lo na le tebogo efe? Gonne baleofi le bone ba tle ba adime baleofi, gore ba amogele mo go kalo gape. Mme lona, ratang baba ba lona, ba direleng molemo, adimang fela, lo sa tlhoboge gope; mme tuelo ya lona e tlaa nna kgolo, mme lo tlaa nna bana ba Mogodimodimo; gonne ene o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng, le mo go ba ba bosula.
”nayang, mme lo tlaa newa, selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se tsikitleditsweng, se se penologang, batho ba tlaa se lo naya mo dihubeng tsa lona. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone lo tlaa ba lo lekanyediwa ka sone fela.
”Jesu a mo fetola a re: “Monna mongwe o kile a tswa Jerusalema a fologela kwa Jeriko; mme a wela mo dinokwaneng; tsa mo rutla diaparo, tsa mo itaya, tsa tsamaya tsa mo tlogela a le gaufi le go swa.
”Ka moso a ntsha bošeleng ba le bane, a ba naya mong wa ntlo, a mo raya a re: ‘Mo tlamele sentle; mme se o tlaa se ntshang bogolo go mo, ka ntlha ya gagwe, e tlaa re ke boa ke se go lefele.’
”Re neye ka letsatsi lengwe le lengwe sejo sa letsatsi.
”Ke gone, fa lona lo le bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo; bogolo jang Rraeno wa legodimo o tlaa naya ba ba mo lopang Mowa o o Boitshepo.”
”Le fa go ntse jalo, atswang bahumanegi ka dilo tse di mo teng; mme bonang, dilo tsotlhe di tlaa bo di lo ntlafaletse. “Go a bo go latlhega lona Bafarisai! Ka gobo lo ntsha sa bosome sa mosukujwane, le sa rue, le sa merogo yotlhe lekgetho; mme lo tlhokomologa tshiamiso le lorato lwa Modimo; tseno, lo ne lo tshwanetse go di dira, le tse dingwe lo sa di tlogele di sa dirwa.
”Mongwe mo bontsing a mo raya a re: “Moruti, bua le mogolole gore a kgaogane boswa le nna.” Mme a mo raya a re: “Monna, ke dirilwe e mang moatlhodi le moabi mo go lona?” A ba raya a re: “Tlhokomelang lo bo lo itise mo bopelotshetlheng; gonne botshelo jwa motho ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tse o nang natso.”
”A bua setshwantsho nabo a re: “Lefatshe la mohumi mongwe la ungwisa segolo. Mme a ithaya a re: ‘Ke tlaa dirang ka ke se na mo ke ka bolokelang maungo a me teng?’ A re: ‘Ke tlaa dira jaana: Ke tlaa rutla matlo a me a mabolokelo, ke aga a sele a magolo; mme ke tlaa bolokela mabele a me le dithoto tsa me teng. Ke tlaa raya mowa wa me ke re: Mowa, o na le dithoto di tona, di boloketswe dinyaga di le dintsi; iketle, o je, o nwe, o dire mokete.’ Mme Modimo wa mo raya wa re: ‘Seeleele ke wena, mowa wa gago o lopiwa mo go wena sigong jono; mme dilo tse o di baakantseng di tlaa nna tsa ga mang?’ “Le ene yo o ikhumelang fela a sa humele Modimo, o ntse fela jalo.”
”A raya barutwa ba gagwe a re: “Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleng ka ga botshelo jwa lona, gore lo tlaa ja eng; le fa e le ka ga mmele gore lo tlaa apara eng; gonne botshelo bo gaisa dijo, le mmele disparo. Elang mahukubu tlhoko, lo bone fa a sa jale, a sa robe; ga a na letlole le fa e le sebolokelo; mme Modimo o a a jesa; lona lo tlhwatlhwa e kgolo jang go feta dinonyane! Ke ofe wa lona yo o ikoketsang boleele jwa letsogo, le fa e le le lengwe fela ka go tlhobaela? E ka re fa lo sa nonofa go dira se sennyennyane, ana lo tlhobaelelang tse dingwe? Elang dithunya tsa masoma tlhoko, ka fa di golang ka teng; ga di dire, ga di otlhe; le fa go ntse jalo ke a lo raya, le ene Solomone, mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tseo. Fa e bo ne ne Modimo o apesa bojang jo bo mo nageng jalo, jo e a reng gompieno bo eme mo nageng, e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong; bogolo jang a ga o ketla o apesa lona, lona ba lo tumelo e potlana? “Se batleng se lo tlaa se jang, le se lo tlaa se nwang, le gone lo se ka lwa etsaetsega. Gonne dilo tsotlhe tse, di batlwa ke merafe ya lefatshe; mme Rraeno o a itse fa lo tlhoka dilo tse. Bogolo batlang bogosi jwa one, mme dilo tsotlhe tse, lo tlaa di okelediwa.
”Rekisang tse lo nang natso, mme lo ntshe maatso; itireleng dipatana tsa madi tse di sa onaleng, lohumo kwa magodimong lo lo sa tlhaeleng, kwa go sa atameleng legodu lepe teng, le fa e le motoutwana go senya teng.
”Gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsone di tlaa nna teng.
”Le gone a raya yo o mo laleditseng a re: “E re fa o dira modiro wa motshegare le fa e le wa maitseboa, o se ka wa laletsa ditsala tsa gago, le fa e le bana ba ga rraago, le fa e le ba losika lwa gago, le fa e le bagaeno ba ba humileng; e se re kgotsa le bone, ba ba ba go bitsa, mme tuelo e go dirafalele. Mme e re fa o dira modiro, laletsa bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu. O tlaa nna sego; gonne bone ga ba na se ba ka go duelang ka sone; gonne o tlaa duelwa mo go tsogeng ga basiami.”
”Go ntse fela jalo, le fa e le mang mo go lona yo o sa tlogeleng dilo tsotlhe tse o nang natso, ga a ka ke a nna morutwa wa me.
”“Kgotsa, mosadi ke ofe, yo e ka reng a na le madi a le some a selefera, fa a latlhegelwa ke le lengwe, a se ke a tshube lobone, a feela ntlo, a batla ka tlhaofalo go tsamaye a le bone? O tlaa re a sena go le bona, a phuthe ditsala tsa gagwe le ba ga gabo a re: ‘Itumeleng le nna, gonne ke bonye ledi le le neng le ntatlhegetse.’ Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”
”Mme a re: “Monna mongwe o ne a na le bana ba basimane ba le babedi. Yo mmotlana wa bone a raya rraagwe a re: ‘Rra, nnaya mo e neng e tlaa nna ga me ga boswa.’ Mme a ba kgaoganyetsa dilo tse o tshelang ka tsone. Mme ya re malatsi a ise a fete a le mantsi morago ga moo, ngwana yo mmotlana a phutha gotlhe, a etela kwa lefatsheng le le kgakala, mme a le gone a senya dilo tsa gagwe mo ditlhapelong tsa bofafalele. Ya re a sena go di fedisa tsotlhe fela, ga wela mmopamo o mogolo thata mo lefatsheng leo; mme a simolola go nna mo pitlaganong. Mme a ya a ineela mo go mongwe monni wa lefatshe leo, mme ene a mo isa kwa nageng ya gagwe gore a otlele dikolobe teng. Mme a eletsa a ka bo a ka kgora moroko o o jewang ke dikolobe; mme a se ka a fiwa ke ope. Mme e rile a itharabologelwa a re: ‘Kana batlhanka ba ba thapilweng ba ga rre ba bantsi jang, ba na le dijo tse di lekanyeng di ba di sala, mme nna ke swela fano ka tlala. Ke tlaa nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago; ka moo ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao; ntira jaaka mongwe wa batlhanka ba gago ba ba thapilweng.’ “Mme a nanoga, a tla kwa go rraagwe. Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, mme a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ya a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla. Mme morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago, ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’ Rraagwe a raya batlhanka a re: ‘Ntshang seaparo se sentlentle ka bonako, lo se mo apese; lo mo rwese mohitsana mo letsogong, le ditlhako mo dinaong; lereng namane e e nonneng, lo e tlhabe; mme a re jeng, re dire mokete o mogolo; gonne yo morwaake o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Ba simolola go dira mokete.
”Le gone a raya barutwa a re: “Go ne go le monna mongwe e le mohumi, a na le molebedi wa dilo tsa gagwe; ene yo a newa molato kwa go mong wa gagwe, ga twe, o senya dilo tsa gagwe. Mme a mmitsa, a mo raya a re: ‘Eng se ke se utlwang ka ga gago? Bolela ka thulaganyo ka ga tebalebelo ya gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna molebedi.’ Molebedi a ithaya a re: ‘Ke tlaa dirang, ka e le fa morena wa me a ntlosa mo tebalebelong? Ga nka ke ka lema; mme go kopa go ntlhabisa ditlhong. Ke a itse ka fa ke tlaa dirang ka teng, gore e tle e re ke sena go ntshiwa mo tebalebelong ba tle ba ntsholele mo matlong a bone.’ “Mme a bitsa mongwe le mongwe wa batho ba ba molato le morena wa gagwe, a raya wa ntlha a re: ‘O molato o kae le morena wa me?’ A re: ‘Dithatholelo tsa lookwane di le lekgolo.’ A mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo o nne fa fatshe ka bonako, o kwale o re, di 50.’ Foo a raya yo mongwe a re: ‘Wena o molato o kae?’ A re: ‘Dikgetse tsa mabele di le lekgolo.’ A mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di 80.’ “Mme morena wa gagwe a faka molebedi yo o sa siamang, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno ba tlhalefetse losika lwa bone go gaisa bana ba lesedi. “Ke lo raya ke re: Itireleng ditsala ka mahumo a a sa siamang; gore e tle e re a tlhaela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng.
”Yo o ikanyegang mo go se sennye, o okanyega le mo go se segolo; yo o sa siamang mo go se sennye, ga a a siama le mo go se segolo. Ke gone fa lo se ka lwa ikanyega ka ga mahumo a a sa siamang, lo tlaa neelwa e mang dikhumo tsa boammaaruri? Fa lo se ka lwa ikanyega mo go tsa yo mongwe, lo tlaa newa e mang se e leng sa lona?
”“Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tlaa ila mongwe, a rate yo mongwe; kgotsa a ngaparele mongwe, a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.” Bafarisai le bone, ba e neng e le barati ba khumo ya madi, ba utlwa dilo tsotlhe tse, mme ba mo sotla.
”“Jaana ga bo go le monna mongwe, a humile, a apere bohibidu le leloba le le boleta, a tshela fela ka malatsi otlhe mo letlepung le mo bontlentleng. Ga bo go le mokopi mongwe yo o bidiwang Lasaro, a beilwe fa kgorong ya gagwe a tletse dintho. A eletsa go otlwa ka matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa mohumi; ee, dintša le tsone tsa tla tsa latswa dintho tsa gagwe. “Ga dirala gore mokopi a swa, mme baengele ba mmelegela kwa sehubeng sa ga Aberahame, mohumi le ene a swa, a fitlhwa. O rile a le mo Bobipong, a tsholetsa matlho a gagwe, a le mo ditlhokofatsong tse ditona, mme a bona Aberahame kwa kgakala, le Lasaro a le mo sefubeng sa gagwe. Mme a goa a re: ‘Aberahame, Rra, nkutlwela botlhoko, o rome Lasaro, gore a tle a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme, gonne ke tlhokofadiwa mo gogolo mo kgabong e.’ “Aberahame a re: ‘Morwaaka, gopola jaaka e rile mo botshelong jwa gago o ne o amogetse dilo tse di molemo tsa gago, le jaaka Lasaro le ene a ne a na le dilo tse di bosula; mme jaanong, ene o a gomodiwa, mme wena o tlhokofadiwa mo gogolo. Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’ Mme a re: ‘Rra, ke gone ke go rapelang ka re, a ko o mo rome kwa ntlong ya ga rre; ka ke na le bana ba ga rre ba le batlhano; gore a ye go ba itsise gore e se re kgotsa le bone ba tla felong fano ga tlhokofatso e kgolo.’ “Aberahame a mo raya a re: ‘Ba na le Moše le baperofeti; a ba utlwe bone.’ Mme a re: ‘Nnyaa, Aberahame, Rra; fa mongwe a tswa mo baswing a ya kwa go bone, ba tlaa ikwatlhaya.’ Mme a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gone ga ba ketla ba rapelesega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”
”Le fa e le mang yo o tlaa batlang go boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, o tlaa bo boloka.
”Ke tle ke ikitse go ja gabedi ka beke nngwe le nngwe; le sa bosome sa tsotlhe tse ke di bapalang ke se ntshe.’
”Ya re Jesu a utlwa, a mo raya a re: “O sa ntse o tlhoka sengwe: Rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi; mme o tlaa nna le lohumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.” Ya re a utlwa jalo, a hutsafala thata; ka a ne a humile thata.
”Jesu ya re a mmona (fa a hutsafetse thata) a re: “Ana go thata jang mo go ba ba nang le mahumo go tsena mo bogosing jwa Modimo! Gonne go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshofa la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.” Ba ba utlwang jalo ba re: “Fa e le jalo go a bo go ka bolokwa mang?” Ene a re: “Dilo tse di retetseng mo bathong, di ka dirafala mo Modimong.”
”Petere a re: “Bona, rona re tlogetse magarona, re go setse morago.” A ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa mosadi, kgotsa bana ba ga rraagwe, kgotsa batsadi, kgotsa bana, ka ntlha ya bogosi jwa Modimo, yo o se ketlang a bona bogolo jo bo feteletseng mo motlheng ono, le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.”
”Sakaio a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena bontlhanngwe jwa dilo tsa me ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe selo sengwe ka patiko, ke mo rebolela di le nne.”
”Ke gone a re: “Mogolwane mongwe o kile a etela kwa lefatsheng le le kgakala, a ya go ikamogelela bogosi, le go ba a boa. A bitsa batlhanka ba gagwe ba ba some, a ba neela diponto di le some; a ba raya a re: ‘Bapalang ka tsone, go tsamaye ke be ke tle.’ Ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, mme ba roma batho ba ya go mo latela ba re: ‘Ga re rate monna yo a re busa.’ “Ga dirala e rile a sena go boa, bogosi jone a bo amogetse, a laola gore batlhanka bao ba bilediwe kwa go ene, e bong ba o ba neetseng madi, gore a tle a itse ka fa ba bapetseng ka teng. Wa ntlha a tla fa pele ga gagwe a re: ‘Morena, ponto ya gago e bapetse diponto di le some kwa ntle.’ Mme a mo raya a re: ‘O dirile sentle motlhanka yo o molemo; e re ka o ne o ikanyega mo go se sennye, amogela thata ya go laola metse e le some.’ Wa bobedi, a tla a re: ‘Morena, ponto ya gago e bapetse diponto di le tlhano kwa ntle.’ Le ene a mo raya a re: ‘Le wena o laole metse e le metlhano.’ “Yo mongwe a tla a re: ‘Morena, bona, ponto ya gago ke e; ke e bolokile ka go e bofelela ka letsela. Gonne ke go boifile, ka o le monna yo o se nang mafoko; o tsaya se o sa se bayang; o robe se o sa se jalang.’ A mo raya a re: ‘Ke tlaa go sekisa ka molomo wa gago, motlhanka yo o bosula ke wena. O itsile fa ke le monna yo ke se nang mafoko, ke tsaya se ke sa se bayang, ke robe se ke sa se jalang; ke gone, o ne o sa tsenyetseng madi a me mo polokelong ya baatisi ba one? E ne e tlaa re ke tla, ke be ke a batle le kokeletso ya one?’ “A raya ba ba emeng teng a re: ‘Mo tseeleng ponto eo, lo e neye yo o nang le lesome la diponto.’ Ba mo raya ba re: ‘Morena, o na le diponto di le some.’ Ke a lo raya ka re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tlaa newa; mme yo o se nang sepe, go tlaa tsewa mo go ene le se o nang naso.’
”A tsena mo tempeleng; a simolola go kgoromeletsa ntle ba ba rekisang; a ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa ntlo ya borapelelo,’ mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”
”a re letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa?” A lemoga bolotsana jwa bone, mme a ba raya a re: “Ntshupetsang thušeleng. O na le setshwantsho le sekwalo sa ga mang?” Ba re: “Sa ga Kaesare.” A ba raya a re: “Fa e le jalo, ntshetsang Kaesare, dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.”
”A tsholetsa matlho, a bona bahumi ba latlhela dineo tsa bone mo letloleng la dikhumo. Mme a bona mosadi mongwe wa motlholagadi, e le mohumanegi, a latlhela gone madinyana a le mannye a le mabedi. Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, motlholagadi yo wa mohumanegi, o latlhetse segolo go feta bone botlhe; gonne bao botlhe ba latlhetse ga letlotlo la bone mo dineong; mme ene o latlhetse ga khumanego ya gagwe gotlhe mo o tshelang ka gone.”
”A ya mo tempeleng a fithlela ba ba rekisang dikgomo, le dinku le maphoi, le ba ba ananyang madi ba dutse teng. A tshopha senteo sa megala, a di lelekela tsotlhe kwa ntle ga tempele, dinku le dikgomo; le madi a ba ba a ananyang a a goromeletsa fa fatshe, le dimati tsa bone a di pitikolola; ba ba rekisang maphoi a ba raya a re: “Tlosang dilo tse fa; se ntsheng ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” Barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa go kwadilwe ga twe: “Tlhoafalelo ya ntlo ya gago e tlaa nja.”
”Se direleng dijo tse di nyelelang, direlang dijo tse di nnelang go ya go fitlha botshelong jo bo sa khutleng, tse Morwa Motho o tlaa di lo nayang; gonne ke ene yo Rara, e bong Modimo, o mmeileng lotshwao.”
”Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang mo go nna, ga a ketla a bolawa ke tlala, le yo o dumelang mo go nna, ga a ketla a nyorwa gope.
”Legodu ga le tle, fa e se gore le utswe, le go bolaya, le go senya; nna ke tsile gore di bone botshelo, mme di bo bone ka letlolo. “Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku botshelo jwa gagwe.
”Jutase Isekariota mongwe wa barutwa ba gagwe, yo e leng ene yo o tlaa mo okang, a re: “Ana setlolo se se ne se sa rekisediweng sa bona diponto di le 30, mme ga abelwa bahumanegi?” Mo o go buile e seng ka gobo a gopotse bahumanegi; mme e re ka gobo a le legodu; mme e re ka a tshotse kgetsana ya madi, a itseele mo go tsenngwang mo go yone. Foo Jesu a re: “Lo mme a se bolokele letsatsi la phitlho ya me. Gonne bahumanegi lo na nabo ka metlha yotlhe, mme nna ga ke nne le lona ka metlha yotlhe.”
”“Mo letsatsing leo ga lo ketla lo mpotsa sepe. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo lopa Rara sengwe, o tlaa se lo naya ka leina la me. Ga lo ise lo ko lo lope sepe ka leina la me le gompieno; lopang, mme lo tlaa amogela, gore boitumelo jwa lona bo dirafale.
”Botlhe ba ba dumetseng ba nna mmogo, ba tlhakanela dilo tsotlhe; ba rekisa dithuo tsa bone le dilwana, ba abela botlhe ka fa mongwe le mongwe o tlhokang ka teng. Ba tlhomaganya malatsi ba nnetse ruri ka bongwefela jwa pelo mo tempeleng, le mo go ngathoganyeng senkgwe, mo magabone, ba ja dijo tsa bone ka boitumelo le ka pelo e e tlhophegileng.
”Mme Petoro a re: “Selefera le gouta ga ke na natso; mme se ke nang naso sone ke a se go naya. Ka re: Mo ineng la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, tsamaya ka dinao.”
”Bontsi jwa ba ba dumetseng ba bo ba le pelo nngwe fela le mowa mongwe fela; ga bo go se ope wa bone yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse. Baaposetole ba supa ka ga go tsoga ga Morena Jesu, ka nonofo e kgolo; mme tshegofatso e kgolo ya nna mo go bone botlhe. Le gone ga bo go se ope mo go bone yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba nang le masimo kgotsa matlo, ba a rekisa, mme ba tlisa madi a dilo tse di rekisitsweng. Ba a baya fa dinaong tsa baaposetole; mme ga abelwa mongwe le mongwe ka fa o tlhokang ka gone.
”Mme Josefe, yo o retilweng ke baaposetole ba re Barenabase, ke go re, Morwa kgomotso, fa go phuthololwa, e le Molefi, e le motho wa lefatshe la Kupero ka go tsalwa, a bo a na le tshimo, mme a e rekisa, a tlisa madi, a a baya fa dinaong tsa baaposetole.
”Mme monna mongwe, go twe Ananiase, a na le Safira mosadi wa gagwe, a rekisa boswa bongwe. Mme a sadisa madi bontlhanngwe, mosadi le ene a itse jalo; mme a tlisa bontlhanngwe a bo baya fa dinaong tsa baaposetole. Mme Petere a re: “Ananiase, ana Satane o tlaleditseng pelo ya gago gore o aketse Mowa o o Boitshepo, le go sadisa bontlhanngwe jwa madi a tshimo? A e rile e sa ntse e le teng, a e ne e ntse e se ya gago? Le e sena go rekisiwa, a e ne e ntse e se mo thateng ya gago? Go ntse jang ka o gakologetswe selo se mo pelong ya gago? Ga o a aketsa batho, o akeditse Modimo.”
”Jaana ya re Simone a bona fa Mowa o o Boitshepo o newa ka peo ya diatla tsa baaposetole, a ntsha madi, a re: “Le nna lo nneye nonofo e, e tle e re yo ke mmayang diatla, a amogele Mowa o o Boitshepo.” Mme Petere a mo raya a re: “A selefera sa gago se nyelele nao, ka gobo o gopotse fa o tlaa bona neo ya Modimo ka madi.
”Barutwa, mongwe le mongwe ka fa nonofong ya gagwe, ba ikaelela gore go isiwe thuso kwa bakaulengweng ba ba agileng kwa Jutea;
”Ga ke a ka ka eletsa selefera sa ope, le fa e le gouta, le fa e le diaparo. Lona ka losi lo a itse fa diatla tse di diretse go tlhoka ga me, le go tlhoka ga ba ke ne ke na nabo. Ka lo beela sekao mo dilong tsotlhe, sa ka fa lo tshwanetseng go thusa ba ba bokoa ka teng, ka go dira mo go ntseng jalo, le go gakologelwa mafoko a Morena Jesu, ka fa ene ka esi o buileng ka teng a re: ‘Ga aba go lesego bogolo go go amogela.’ ”
”ka re, wena yo o rutang yo mongwe, a o bile ga o ithute? Wena yo o rerang gore motho a se ka a utswa, a o bile o a utswa?
”“Fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora, o mo nose; gonne ka go dira jalo, o tlaa bo o tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.”
”Gonne le lekgetho lo a tle lo le ntshe, ka ntlha ya gone moo; gonne ke badiredi ba tirelo ya Modimo, ba ba ntseng ba emetse sone selo se. Nayang botlhe tshwanelo ya bone; lekgetho le newe ba ba tshwanetseng lekgetho; le sehuba ba ba tshwanetseng sehuba; le poifo ba ba tshwanetseng go boifiwa le tlotlo ba ba tshwanetseng go tlotlwa. Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao. Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.”
”Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.
”Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me, ke otla bahumanegi ka tsone, fa ke ntshetsa mmele wa me go fisiwa, mme fa ke se na lorato, ga go nthuse sepe.
”Jaana, ka ga madi a a phuthelwang baitshepi, jaaka ke laotse diphuthego tsa Galatia, le lona lo dire jalo. E re ka letsatsi la ntlha la beke, a mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, ka fa o bonyeng go bapala ka teng, gore e tle e re ke tla, go bo go sa tlhole go na le go phutha.
”Mme khumo e, re e tshotse ka dijana tsa letsopa, gore bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo e nne jo bo tswang mo Modimong, e seng mo go rona.
”ka re sa lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng; gonne dilo tse di bonalang ke tsa lobaka lono fela; mme dilo tse di sa bonaleng ke tsa bosaengkae.
”Gonne re a itse gore, fa ntlo ya rona ya selefatshe ya motlaagana e rutlologa, re na le kago e e tswang Modimong, ntlo e e sa agwang ka diatla, e le ya bosaengkae, kwa magodimong.
”Gonne ke supa fa ba ntshitse ka pelo tsa bone, ka fa nonofong ya bone, ee, le go fetisa nonofo ya bone. Ba re rapela ka thapelo e kgolo ka ga tlhogonolofatso e, le ka ga go kopana le rona mo go direleng baitshepi. Ba dira jalo, e seng jaaka re ne re solofetse, bone ka sebele sa bone ba inaya Morena pele, ba ba ba inaya rona ka go rata ga Modimo.
”Gonne lo a itse bopeloyalorato jwa Morena wa rona Jesu Keresete, gore le fa a ne a humile, le fa go ntse jalo a humanega ka ntlha ya lona, gore lo tle lo hume ka khumanego ya gagwe.
”Gonne fa go rata go le teng, go a bo go lebosega ka ga se motho o nang naso, e seng ka ga se o se nang naso. Golo mo ga ke go bue gore ba bangwe ba imololwe, le lona lo imelwe; fa e se gore, go lekalekane; ke gore botlalo jwa lona bo tlatse botlhokwa jwa bone mo bakeng seno; gore le botlalo jwa bone bo tle bo tlatse botlhokwa jwa lona; gore go tle go nne tekatekano. Jaaka go kwadilwe ga twe: “Yo o bapetseng segolo ga a ka a salelwa ke sepe; le yo o bapetseng sebotlana ga a ka a tlhaela gope.”
”Ke gone ke itheileng ka re, ke tshwanetse go rapela bakaulengwe gore ba ye koo go lona pele ga me, ba baakanyetse ruri mpho e lo e re solofeditseng gale, gore e tle e baakanyesege, e le mpho fela, e seng se se ntshiwang ka patiko.
”Ke bua jaana ka re: Yo o jalang ka bongoma, o tlaa roba ga bongoma, yo o jalang ka bogolo, o tlaa roba ga bogolo. A motho mongwe le mongwe a dire ka fa o ikaeletseng mo pelong ya gagwe ka teng; e seng ka go ngongorega, le fa e le ka patelelo, gonne Modimo o rata yo o abang ka pelotshweu fela. Modimo o nonofile go lo totafaletsa tshegofatso yotlhe; gore e tle e re lo ntse lo na le mo go lekanyeng ga dilo tsotlhe, lo bo lo totafalele tiro nngwe le nngwe e e molemo. Jaaka go kwadilwe ga twe: “O gasitse, o abetse bahumanegi; tshiamo ya gagwe e eme ka bosakhutleng.”
”Yo nayang mojadi peo le senkgwe sa go jewa, o tlaa lo naya a ba a ntsifatsa peo ya lona e e jalwang, a ba a totisa maungo a tshiamo ya lona; ka lo humisitswe dilo tsotlhe, gore lo ntshe mpho e kgolo, e e tlaa tsosang tebogo e e lebogang Modimo ka rona. Gonne go abiwa ga thuso e, ga se gore go tlaa tlatsa go tlhoka ga baitshepi go le gosi; mme le gone go tlaa totafalela Modimo ka malebogo a le mantsi; ka e re ka ba bona lo lekilwe ka tirelo e, bo ba galaletsa Modimo ka ga kutlo ya boipolelo jwa lona mo Mafokong a a Molemo a ga Keresete, le ka ga mpho e kgolo e lo e ntshetsang bone le botlhe fela;
”Mme ba eletsa fela gore re gakologelwe bahumanegi; mo e leng gone le nna ke ne ke tlhoafaletse go go dira.
”Gonne molao otlhe o dirafadiwa mo lefokong le le lengwe fela, e bong mo go le, go re: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.”
”Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng. A re se lapeng mo go direng molemo; gonne re tlaa roba mo motlheng o e leng one, fa re sa ngodiege; jalo, fa re bona lobaka, a re ke re direng se se molemo mo bathong botlhe, mme bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.
”Ka re, nna yo ke leng mmotlana bogolo go yo o leng mmotlana wa baitshepi botlhe, tshegofatso eo ke e neilwe, gore ke rerele Baditšhaba mahumo a a sa ka keng a hukudiwa a ga Keresete.
”Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire, a dire se se molemo ka diatla tsa gagwe, gore a tle a dirane le se o ka se nayang yo o tlhokang.
”A mongwe le mongwe a se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe fela, fa e se go re, mongwe le mongwe o tlhokomela le tse e leng tsa bangwe.
”Le fa go ntse jalo dilo tse di neng di le thuso mo go nna, ke tsone tse ke di kaileng fa di ntatlhegetse ka ntlha ya ga Keresete. Ee, ruri, ke kaya dilo tsotlhe di ntatlhegetse ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu Morena wa me; yo ke latlhegetsweng ke dilo tsotlhe ka ntlha ya gagwe, mme ke di kaya malele fela, gore ke tle ke bone Keresete.
”Ga se go re ke bua ka ga go tlhoka; gonne ke ithutile gore, le fa ke ka nna mo popegong e e ntseng jang, ke be ke itumele fela mo go yone. Go kokobediwa ke a go itse, le go huma ke a go itse; mo go sengwe le sengwe, le mo dilong tsotlhe ke ithutile bokwateng jwa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhoka. Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang. Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo ikopantse le nna mo pitlaganong ya me. Le lona ka losi lo a itse, lona Bafilipi, fa e rile mo tshimologong ya Mafoko a a Molemo, jale ka ke tloga mo Maketonia, go se ka ga dira le epe phuthego e e ikopantseng le nna mo tirong ya go aba le go amogela, fa e se lona fela; gonne le mo Thesalonika lo kile lwa nna lwa roma gangwe le gape go nthusa mo go tlhokeng ga me. Ga se go re ke batla mpho; mme ke batla loungo lo lo tlaa totafalelang lona. Ke na le dilo tsotlhe, ke bile ke atlanegetswe, ke kgotshe, ka ke amogetse mo go Epaferodito dilo tse di tswang koo go lona, e le lonko lo lo nkgang monate, e le setlhabelo se se lebosegang, se se kgatlhang Modimo. Modimo wa me o tlaa lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, ka fa lohumong lwa one mo kgalalelong mo go Keresete Jesu.
”Tlhomang mogopolo wa lona mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng.
”Itumeleng ka metlha yotlhe; lo rapeleng ka go bisa go khutla; lebogang mo dilong tsotlhe; gonne mo ke go rata ga Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona.
”Gonne le e rile re le mo go lona, ra lo laola jalo ra re: Fa mongwe a gana go dira, le gone a se ka a ja.
”Le gone fela jalo, gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi, ba le bori le tekano; ba se ka ba ikgabisa ka go iphora moriri loetse, kgotsa ka gouta, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo;
”Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.
”Poifomodimo e e nang le pelo e e ritibetseng ke papadi e kgolo; gonne ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe; e re fa re na le dijo le diaparo, re tlaa ritibatsa pelo mo go tsone. Ba ba eletsang go huma ba tle ba wele mo thaelong, le mo serung le mo dithatong di le dintsi tsa bosilo, le tse di senyang, tse di nwetseng batho mo tshenyegong le mo tatlhegong. Gonne go rata madi ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe, ke mo e rileng bangwe ba go gwalalela, ba timelwa ke tumelo, mme ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.
”O laye ba ba humileng mo motlheng ono, gore ba se ka ba ipegela godimo, le fa e le go solofela mo bosenang tlhomamo jwa khumo, fa e se mo Modimong fela, o o re nayang dilo tsotlhe ka letlotlo, gore re di je monate.
”Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang.
”Gonne mookami wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo; e se yo o ikgantshang, e se yo o bonako go galefa, e se yo o losiwang ke bojalwa, e se moitei, e se yo o bolaelwang ke khumo e e maswe pelo;
”Gonne motho yo Melekiseteke, kgosi ya Saleme, moperesiti wa Modimo Mogodimodimo, yo o kgatlhantshitseng Aberahame, ka a fulara a tswa kwa polaong ya dikgosi, a mo segofatsa; yo Aberahame o bileng a mo kgethela sa bosome sa dilo tsotlhe, yo e rileng pele, fa go phuthololwa, ke go re: “Kgosi ya tshiamo”, gape ke go re: “Kgosi ya Saleme”, ke go re: “Kgosi ya kagiso”, a se na rraagwe, a se na mmaagwe, a sa balwe ka losika lope, a se na fa metlha ya gagwe e simologang teng, le fa botshelo bo khutlang teng, a dirilwe mo tshwanong ya Morwa Modimo – ene o ntse moperesiti ka metlha yotlhe. A lo ke lo gopoleng bogolo jwa motho yo Aberahame, tlhogo ya morafe, o mo ntsheditseng sa bosome sa dikgapo tse dikgolo lekgetho. Le gale ba e leng bana ba ga Lefi, ba ba tsayang boemo jwa baperesiti, ba na le taolo ya go re ba kgethelwe sa bosome ke batho ka fa molaong, ke go re, mo go ba ga bone, le fa bao ba dule mo mankopeng a ga Aberahame. Mme ene yo losika lwa gagwe lo sa balweng ka bone, o kgethile tsa bosome mo go Aberahame, a segofatsa ene yo o nang le dipolelo tsa tsholofetso. Mme ga go na kgang, yo mmotlana o tlaa segofadiwa ke yo o molemo bogolo. Mono batho ba ba swang ba amogela tsa bosome; jale e ne e le mongwe yo go supilweng ka ga gagwe fa a tshedile. Go ka twe, le ene Lefi, yo o amogelang tsa bosome, o ntshitse tsa bosome ka Aberahame. Gonne o ne a sa ntse a le mo mankopeng a ga rraagwe, jale ka Melekiseteke a kgatlhana nae.
”Ka tumelo Moše, e rile a sena go gola, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a itshenkela go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobaka; a kaya fa go kgobelwa Keresete e le khumo e e molemo go gaisa mahumo a Egepeto; gonne o ne a lebile tefo ya tuelo.
”Lo ikgolole mo go rateng khumo ya madi; lo nne boitumelo ka dilo tse lo nang natso; gonne go buile ene ka esi a re: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.”
”Go dira molemo le go thusanya, lo se ka lwa go lebala, gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.
”A mokaulengwe yo o leng mothonyana fela a itumele mo go godisiweng ga gagwe; le mohumi a itumele mo go ngotlweng ga gagwe; gonne o tlaa feta fela jaaka sethunya sa bojang. Gonne letsatsi le tle le tlhatloge le na le phefo e e fisang, mme le swabise bojang; sethunya sa jone se we, le bontle jwa popego ya jone bo nyelele; mohumi le ene o tlaa nyelela fela jalo mo ditsamaong tsa gagwe.
”Neo nngwe le nngwe e e molemo, le se se molemo sengwe le sengwe se se tletseng, se tswa kwa godimo, se fologa kwa go Rra masedi, yo go sa ka keng ga nna phetogo mo go ene, le fa e le moriti o o bewang ke go menoga.
”Gonne e re fa go tsena mo ntlong ya lona ya thuto, monna mongwe a rwele lenyena la gouta, a le diaparo dintle; go ba go tsena mohumanegi yo o diaparo di maswe; fa lo tlhokomela yo o apereng diaparo tse dintle, lo mo raya lo re: “Wena, a ke o dule fano bonnong jo bontle,” mme lo reye motho wa mohumanegi lo re: “Wena o eme foo, kgotsa o dule fa tlase ga sebeo sa me sa dinao,” a megopolo ya lona ga e a kgaogana, a ga lo a tswa baatlhodi ba ba megopolo e e bosula? Reetsang, bagaetsho ba ba rategang: A Modimo a ga o a itlhaolela ba e leng bahumanegi ka ga lefatshe leno, gore ba nne bahumi mo tumelong, le barui ba bogosi jo o bo solofeditseng ba ba o ratang? Mme lona lo tlotlolotse motho wa mohumanegi. A bahumi a ga ba lo patike, ba lo gogela ka bosi kwa dinnong tsa tshekelo? A ga ba tlhapatse leina le le tlotlegang le lo bidiwang ka lone?
”Le fa go ntse jalo, fa lo dirafatsa molao o e leng wa segosi, ka fa lokwalong, go re: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata,” lo tlaa bo lo dira sentle.
”Go thusang, bagaetsho, fa motho a re o na le tumelo, mme a se na ditiro? A tumelo eo e ka mmoloka? Fa oo rra motho, kgotsa kgaitsadia motho a sa apara, a ba a tlhoka tse e leng dijo tsa letsatsi, mme mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamayang sentle, lo thuthafale, lo kgore,” le fa go ntse jalo lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele, ana go a bo go thusang? Go ntse fela jalo tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi.
”Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona.
”Helang tlheng, lona ba lo tleng lo bue lo re: “Gompieno, kgotsa ka moso, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa dika ngwaga teng, re reka, re ipapalela.” Le mororo lo sa itse se se tlaa dirafalang ka moso. Ana botshelo jwa lona e be e le eng? Gonne lo mouwane fela, o o tleng o bonale ka lobakanyana, mme o tloge o kaologele koo. Etswa lo tshwanetse go bua lo re: “Fa Morena a rata re tlaa tshela, re ba re dira se kgotsa sele.”
”Helang tlheng lona bahumi, lo lele, lo bokolelele dilo tse di matladika tse di tlang go lo wela. Mahumo a lona a bodile, le diaparo tsa lona di jelwe ke motoutwane. Gouta ya lona e jelwe ke morodu, le selefera sa lona; morodu wa tsone o tlaa nna tshupo e e lo sekisang, o tlaa ja nama ya lona jaaka molelo. Lo ipoloketse khumo ya lona mo metlheng ya bofelo.
”Bonang, tuelo ya badiri ba ba segileng mabele a lona, e lo padileng ka yone ka tsietso, e a kua; le go gala ga ba ba robileng, go tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa masomosomo. Lo ntse lo tshela ka monate mo letlepung, lwa ikgatlha; lo ikotlile dipelo mo letsatsing la polao.
”gore go lekwa ga tumelo ya lona, ka e ratega bogolo go gouta e e nyelelang, le fa e lekilwe ka molelo, go fitlhelwa e le pako le kgalalelo le tlotlo, mo tshenolong ya ga Jesu Keresete;
”Lo ntse lo itse fa lo rekolotswe mo mokgweng wa boithamako wa go tshela ga lona, o lo sa leng lo o rutwa ke borraeno; ka re, lo rekolotswe e seng ka dilo tse di bolang jaaka selefera le gouta;
”Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntle, e bong ga go iphora moriri loetse, le ga go rwala mekgabo ya gouta, kgotsa ga go apara diaparo tse di maphatsiphatsi; mme a e nne motho yo o sa bonaleng wa pelo, le ka diaparo tse di sa boleng tsa mowa wa boikokobetso le tidimalo, e le gone mo go kaiwang go tlhokega thata mo matlhong a Modimo.
”Se rateng lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga lo yo mo go ene. Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo, ga se ga Rara, ke ga lefatshe. Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.
”Mme le fa e le mang yo o nang le dilo tsa lefatshe, mme a bona mogagabo a tlhoka, a ikitsa go mo tlhomogela pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene? Banyana ba me, a re se rateng ka molomo fela, le fa e le ka loleme fela; fa e se ka tiro le boammaaruri.
”E re ka o le motlha fela, o e molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me. Ka o tle o bue o re: “Ke humile, ke bapetse dikhumo, ga ke tlhoke sepe,” mme o sa itse fa o le ene mmenyana, o bile o le serorobi, le lehuma, le bofofu, le bosaikatega. Ke a go gakolola ka re, o reke mo go nna gouta e e ntlafaditsweng ke molelo, gore o tle o hume; le diaparo tse ditshweu gore o tle o ikapese, le gore ditlhong tsa bosaikategang jwa gago di se senolwe; o reke le molemo wa matlho go itogetsa ka one, gore o tle o bone.
”Ka utlwa e kete lentswe mo gare ga ditshedi tse nne, le re: “Seelwanyana sa mabele ke tefo ya letsatsi, le dielwanyana di le tharo tsa barele ke tefo ya letsatsi; mme o se ka wa senya lookwane le bojalwa jwa mofine.”
”Dikgosi tsa lefatshe, le dikgosana, le beng ba mephato, le bahumi, le bathata, le motlhanka mongwe le mongwe, le yo o leng ngwana wa motse, ba iphitlha mo dikgageng, le mo mafikeng a dithaba; ba raya dithaba le mafika ba re: “Re weleng godimo, lo re bipele sefatlhogo sa yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le bogale jwa Kwana;
”Mme se patelele botlhe, bannye le bagolo, bahumi le bahumanegi, ba e leng bana ba motse le batlhanka, gore ba bewe lotshwao mo seatleng se segolo, kgotsa mo phatleng; le gore go se nne motho ope yo o ka rekang le fa e le go bapatsa, fa e se yo o nang le lotshwao, e bong leina la sebatana, kgotsa palo ya leina la sone.
”Babapatsi ba ba mo lefatsheng ba lela ba mo hutsafalela, gonne go sa tlhole go le motho ope yo o rekang dithoto tsa bone; thoto ya gouta, ya selefera, ya majana a a tlhokegang, ya diperela, ya leloba le le boleta, le ya bohibidu jo bo mokgona, le ya sei, le ya bohibidu jo bo letlhololo; le ya dikgong tsotlhe tse di tlhokegang thata, ya sejana sengwe le sengwe sa naka lwa tlou, le ya sejana sengwe le sengwe se se dirilweng ka logong lo lo thata go rekwa, le sa kgotlho, le sa tshipi le sa marebele; le thoto ya kinamone, le ya ditswaiso, le ya maswalo, le ya setlolo, le ya lebano, le ya bojalwa jwa mofine, le ya lookwane, le ya setou, le ya mabele, le ya dikgomo, le ya dinku; le thoto ya dipitse le, ya dikara, le ya batlhanka; le ya mewa ya batho. “Maungo a mowa wa gago o a eleditseng a tlogile mo go wena, le dilo tsotlhe tse di metsegang, le tse di kgorwang di go senyegetse, mme batho ga ba ketla ba tlhola ba di fitlhela gope!”
”Babapatsi ba dilo tseo, ba ba kileng ba humisiwa ke ene, ba tlaa emela kgakala ka go boifa tlhokofatso ya gagwe, ba lela, ba hutsafala; ba re: “Ija! Ija wee! A motse wa mogolo! One o o neng o apere leloba le le boleta, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo; wa ba wa kgabisiwa ka gouta, le ka majana a a tlhokegang, le ka diperela! Gonne mahumo a a kalokalo a swafaditswe ka nako e le nngwe fela.” Le mongwe le mongwe yo e leng mong wa sekepe, le mongwe le mongwe yo o etelang gongwe le gongwe ka sekepe, le ba e leng batho ba lewatle, le botlhe ba ba ipapalelang ka lewatle, ba emela kgakala,
”A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko.
”Mowa le monyadwi ba re: “Tlaa!” Le yo o utlwang, a a ka a re: “Tlaa!” Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang a a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a se na theko.
”