27 – Botlhoko

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Botlhoko.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Job 2:9-10

Foo mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o sa ntse o tshegeditse bosenang molato jwa gago? Itatole Modimo, mme o swe.” Mme a raya mosadi a re: “O bua jaaka mongwe wa basadi ba ba dieleele a tle a bue. Wa reng? A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?” Mo go tse tsotlhe Jobe ga a ka a leofa ka molomo wa gagwe.

2 Corinthians 4:8-12

Re a pitlelelwa ka ntlha tsotlhe, le fa go ntse jalo ga re a pitlagana; re a akabadiwa, le fa go ntse jalo e be e se mo go re tlhobosang. Re a khukhelwa, le fa go ntse jalo ga re a latlhwa; re thubanyediwa fa fatshe, le fa go ntse jalo ga re a senyega; re ntse re tsamaya re rwele go swa ga Jesu mo mmeleng ka gale, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo mmeleng wa rona. Gonne rona ba re tshelang re a bo re ntse re neelwa loso ka ntlha ya ga Jesu, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo nameng ya rona e e swang. Jalo loso lo dira mo go rona, mme botshelo mo go lona.

2 Corinthians 4:16-18

Ke gone ga re ngodiege. Le fa motho wa rona wa ka fa ntle a onala, le fa go ntse jalo motho wa rona wa ka fa teng o a ba a ntse a šafadiwa ka letsatsi le letsatsi; gonne pitlagano ya rona e e motlhofo, e e emeng ka lobakanyana lwa gompieno fela, e re direla segolo se segolo se se feteletseng, sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo; ka re sa lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng; gonne dilo tse di bonalang ke tsa lobaka lono fela; mme dilo tse di sa bonaleng ke tsa bosaengkae.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 544

Genesis 2:17

mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.”

Genesis 3:16-19

A raya mosadi a re: “Ke tlaa go ntsifaletsa matshwenyego a go ima ga gago. O tlaa belega bana ka bohutsana; keletso ya gago e tlaa nna kwa monneng wa gago, mme o tlaa go laola.” A raya Atame a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago, o jele ga setlhare se ke se go laetseng ka re: ‘O se ka wa se ja,’ mmu o hutsegile ka ntlha ya gago. O tlaa ja ga one ka letsapa, malatsi otlhe a botshelo jwa gago. O tlaa go tswela mitlwa le mofero. O tlaa ja merogo ya naga. O tlaa ja dijo ka mofufutso wa sefatlhogo sa gago go fitlhelela o boele mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.”

Exodus 3:7-9

Jehofa a re: “Ruri ke bonye patikego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, ke bile ke utlwile thomeletso ya bone ka ntlha ya bagobagobetsi ba bone; ka gobo ke a a itse mahutsana a bone; mme ke fologetse go ba golola mo seatleng sa Baegepeto, le go ba tlhatlosa mo lefatsheng leo, go ba isa kwa lefatsheng le le molemo, le le atlhameng, kwa lefatsheng le le elang maši le dinotshe; kwa felong ga Bakanana, le Bahite, le Baamore, le Baperise, le Bahife, le Bajebuse. Thomeletso ya bana ba Iseraele e fitlhile mo go nna; gape ke bile ke bonye patiko e Baegepeto ba ba patikang ka yone.

Exodus 14:14

Jehofa o tlaa lo tlhabanela, mme lona lo tlaa didimala fela.”

Exodus 15:26

a re: “Fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, o ba o dira se se siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, ga nketla ke go baya bolwetse bope jwa malwetse a ke a beetseng Baegepeto; gonne ke nna Jehofa yo ke go fodisang.”

Exodus 22:23

E tlaa re fa o ba patika ka gongwe, mme ba nkgoa ka gongwe, ruri ke tlaa utlwa selelo sa bone;

Exodus 23:25

Lo direle Jehofa Modimo wa lona, mme o tlaa segofatsa dijo tsa gago, le metsi a gago; mme ke tlaa tlosa bolwetse mo gare ga gago.

Leviticus 25:35

“Fa ngwana wa ga rraago a humanegile, letsogo la gagwe le tlhaela mo go ene; foo o mo thuse, o tlaa go agela jaaka moeng le mojaki.

Leviticus 26:6

“Ke tlaa lo naya kagiso mo lefatsheng, lo tlaa robala, mme ga go na ope yo o tlaa lo boifisang; dibatana tse di bosula ke tlaa di khutlisa mo lefatsheng, le tšhaka ga e ketla e ralala lefatshe la lona.

Leviticus 26:15-17

fa lo gana melao ya me, fa mowa wa lona o tlhoa dikatlholo tsa me, lwa ba lwa tla lwa gana go dira ditaolo tsa me tsotlhe, lo senya kgolagano ya me; le nna ke tlaa lo direla se: Ke tlaa lo laolela poitsho, e bong botlhoko jwa lohuba, le jwa tutumo, jo bo tlaa lo jang matlho, bo lo tlhora mowa; peo ya lona lo tlaa e jalela lefela, gonne baba ba lona ba tlaa e ja. Ke tlaa lo bifela, lo tlaa kgemethega fa pele ga baba ba lona; ba ba lo ilang ba tlaa lo laola, lo tlaa tshaba go se na ope yo o lo konatelelang.

Deuteronomy 4:30-31

E tlaa re o le mo pitlaganong mme dilo tse tsotlhe di go wetse, fa e tlaa re mo metlheng ya bofelo o boela mo go Jehofa Modimo wa gago, o reetsa lentswe la gagwe, ka Jehofa Modimo wa gago e le Modimo o o boutlwelobotlhoko; ga a ketla a go tlogela, le gone ga a ketla a go senya, le fa e le go lebala kgolagano ya borraago e o ne a e ba ikanela.

Deuteronomy 7:15

Jehofa o tlaa tlosa bolwetse jotlhe mo go wena; ga a ketla a baya mo go wena bolwetse bope jwa matlhoko a a bosula a Egepeto, a o a itseng; o tlaa a baya mo go botlhe ba ba go ilang.

Deuteronomy 8:4-6

Diaparo tsa gago ga di a ka tsa go onalela, le lonao lwa gago ga lo a ka lwa ruruga, ka dinyaga tse di 40 tse. Le gone o akanye mo pelong ya gago gore jaaka motho a tle a otlhaye morwawe, Jehofa Modimo wa gago o a tla a go otlhaye jalo. O tshegetse ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, go sepela mo ditseleng tsa gagwe, le go mmoifa.

Deuteronomy 10:18

O dirisetsa masiela le mosadi wa motlholagadi katlholo, o rata moeng ka go mo naya dijo le diaparo.

Deuteronomy 11:26-28

“Bonang, gompieno ke baya tshegofatso le phutso fa pele ga lona: Tshegofatso, fa lo ka reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, tse ke di lo laolelang gompieno; le phutso, fa lo gana go reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, mme lo fapoga tsela e ke e le laolelang gompieno, go ya go sala medimo e sele morago, e lo iseng lo e itse.

Deuteronomy 20:1

“E tle e re fa o bololela baba ba gago go tlhabana nabo, o bona dipitse le dikara tsa tlhabano, le batho ba ba go fetang ka bontsi, o se ka wa ba boifa; gonne Jehofa Modimo wa gago, yo o go tlhatlositseng kwa lefatsheng la Egepeto, o na nao.

Deuteronomy 28:1

“Go tlaa dirala gore fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, Jehofa Modimo wa gago o tlaa go baya kwa godimo go feta merafe yotlhe ya lefatshe;

Deuteronomy 30:19-20

Ke lo biletsa legodimo le lefatshe gompieno go supa ka ga lona, fa ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le losika lwa gago; gore o rate Jehofa Modimo wa gago, go ineela go utlwa lentswe la gagwe, le go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago, le boleele jwa malatsi a gago; gore o tle o age mo lefatsheng le Jehofa o le ikanetseng borraeno, Aberahame, le Isake le Jakobe, fa a tlaa le ba naya.”

Deuteronomy 31:6

Lo nne thata le pelokgale, lo se boife, lo se ka lwa ba tshoga; gonne Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tsamayang nao; ga a ketla a go tlhaela le fa e le go go latlha.”

Deuteronomy 31:8

Jehofa ke ene yo o yang fa pele ga gago; o tlaa nna nao, ga a ketla a go tlhaela le fa e le go go latlha; o se ka wa boifa, o se ka wa rerega.”

Deuteronomy 32:39

Bonang jaana, fa e le Nna one, e bong Nna, mme go se na Modimo ope le nna; ke a bolaya, ke bile ke a tshedisa; ke ntshitse ntho, ke bile ke a fodisa; ga go na ope yo o ka gololang mo seatleng sa me.

Joshua 1:9

A ga ke a go laola? Nna thata le pelogale; o se boifisiwe, le gone o se ka wa raraana, gonne Jehofa Modimo wa gago o na nao kwa le kwa o yang gone.”

Joshua 10:25

Mme Jošua a ba raya a re: “Lo se ka lwa boifa, le fa e le go tseana; lo nne thata le pelokgale, gonne Jehofa o tlaa direla baba botlhe ba lona jalo, ba lo tlhabanang nabo.”

1 Samuel 2:6-8

Jehofa o a bolaya, e bile o a tshedisa; o folosetsa mo phupung, e bile o a tlhatlosa. Jehofa o a humanegisa, e bile o a humisa; a kokobetse, le gone a kakatlolole. O kakatlolola bahumanegi mo loroleng, o tsholetsa batlhoki mo thutubudung, go tla a ba dudisa le dikgosana, le go ba ruisa setulo sa kgalalelo sa bogosi; gonne maotwana a lefatshe ke a ga Jehofa, mme o tlhomile lefatshe mo go one.

2 Samuel 24:25

Dafite a agela Jehofa sebeso gone, mme a isa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso. Mme Jehofa a rapelesega ka ga lefatshe, mme sebetso sa emisiwa mo Iseraele.

2 Kings 20:1-6

E rile mo metlheng eo Hesekia a lwala ga go swa. Isaia moperofeti morwa Amose a tla kwa go ene a mo raya a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘Baakanya ntlo ya gago, gonne o tlaa swa, ga o ketla o tshela.’ ” Foo a ithetololela sefatlhogo kwa lomoteng a rapela Jehofa a re: “Jehofa, kea go rapela, a ko o gakologelwe jaaka ke sepetse fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo e e itekanetseng, ke dirile se se molemo mo ponong ya gago.” Hesekia a lela mo go botlhoko. Ga dirala ya re Isaia a ise a fitlhe kwa bogareng ga motse, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go ene la re: “Boa, o reye Hesekia kgosana ya batho ba me o re: Jehofa Modimo wa ga Dafite rraago o bua jaana, a re: ‘Ke utlwile morapelo wa gago, ke bonye dikeledi tsa gago; bona, ke tlaa go fodisa; o tlaa re ka letsasi la boraro o ye kwa ntlong ya ga Jehofa. Ke tlaa oketsa malatsi a gago ka dinyaga di le 15, ke tlaa go golola le motse ono mo seatleng sa kgosi ya Asiria; ke tlaa tlhabanela motse ono ka ntlha ya me, le ka ntlha ya motlhanka wa me Dafite.’ ”

1 Chronicles 16:10-12

Kgantshang ka leina la gagwe le le itshepileng; a dipelo tsa bone ba ba batlang Jehofa di itumele. Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng. Gakologelwang ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang, tse o di dirileng; dikgakgamatso tsa gagwe, le dikatlholo tsa molomo wa gagwe;

2 Chronicles 7:14-15

fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina la me, ba ikokobetsa, mme ba rapela, ba batla sefatlhogo sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo; foo ke tlaa utlwa ke le mo legodimong, mme ke tlaa itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone. Jaana matlho a me a tlaa buduloga, le ditsebe tsa me ke tlaa di sekegela morapelo o o dirwang mo felong fa.

2 Chronicles 32:8

Ene o na le letsogo la nama, mme rona re na le Jehofa Modimo wa rona go re thusa le go re tlhabanela ditlhabano tsa rona.” Batho ba ikaega mo mafokong a ga Hesekia kgosi ya Juta.

Job 1:14-20

Ga tla morongwa kwa go Jobe, a re: “Dikgomo di ne di lema le diesele di fula fa go tsone; Basabea ba di tlhasela, ba di gapa; ee, ba bolaile batlhanka ka bogale jwa tšhaka; go falotse nna ke le nosi fela ke tla go go bolelela.” Ya re yoo a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe, a re: “Molelo wa Modimo o ole kwa legodimong, mme o laitse dinku, wa di nyeletsa le batlhanka; go falotse nna ke le nosi fela ke tla go go bolelela.” Ya re yoo a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe a re: “Bakalatea ba ne ba itira ditlhopha di le tharo, ba tlhasela dikamela, ba di gapa, ee, ba bile ba bolaile batlhanka ka bogale jwa tšhaka, go falotse nna ke le nosi ke tla go go bolelela.” E rile yoo a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe a re: “Bomorwao le bomorwadio ba ne ba ja ba nwa bojalwa jwa mofine mo ntlong ya mogoloa bone; mme bona, ga tswa sefefo se segolo kwa nageng, sa itaya dikgokgotsho tsa ntlo tsoo nne, mme ya wela makau, mme a sule; go falotse nna ke le nosi fela ke tla go go bolelela.” Foo Jobe a nanoga, a ikgagola kobo, a ipeola tlhogo, a wela fa fatshe, a obama;

Job 1:21

mme a re: “Ke dule mo sebopelong sa ga mme ke sa ikatega, ke tlaa boela gone ke sa ikatega; Jehofa o ne a nneile, mme Jehofa o tlositse; a go bakwe leina la ga Jehofa.”

Job 2:4-8

Satane a fetola Jehofa a re: “Letlalo le tle le ntshediwe letlalo, ee, tsotlhe tse motho o nang natso o tlaa di ntshetsa botshelo jwa gagwe. Mme a ko o ntshe seatla sa gago jaana, o mo ame lesapo le nama, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago.” Jehofa a raya Satane a re: “Bona, o mo seatleng sa gago; o rekegele botshelo jwa gagwe, ke gone gotlhe.” Jalo Satane a tswa fa pele ga Jehofa a ya a itaya Jobe ka diso tse di bosula, go simolola ka sebete sa lonao go ya phogong ya gagwe. A itseela lobeana go ingwaya ka lone; mme a dula mo meloreng.

Job 2:9-10

Foo mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o sa ntse o tshegeditse bosenang molato jwa gago? Itatole Modimo, mme o swe.” Mme a raya mosadi a re: “O bua jaaka mongwe wa basadi ba ba dieleele a tle a bue. Wa reng? A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?” Mo go tse tsotlhe Jobe ga a ka a leofa ka molomo wa gagwe.

Job 2:11-13

Jaana e rile ditsala tsa ga Jobe di le tharo di utlwela bosula jotlhe jo, jo bo tsileng mo go ene, tsa tloga tsa tswa mongwe le mongwe kwa ga gagwe; Elifase wa Motemane, Biletate wa Mošuhe le Sofare wa Monaamathe; ba laletsanya gore ba kgatlhane ba ye go mo hutsafalela le go mo gomotsa. Ya re ba tsholetsa matlho ba sa le kgakala, mme ba sa mo itse, ba tlhatlosa mantswe a bone ba lela; mongwe le mongwe a ikgagola kobo, mme ba kubuelela lorole legodimong godimo ga tlhogo tsa bone. Jalo ba dula nae fa fatshe ka malatsi a supa le masigo a supa, ope a se ka a bua lefoko nae; gonne ba bona fa botlhoko jwa gagwe bo le botona thata.

Job 5:17-18

Bona, go sego motho yo Modimo o mo omanyang; ke gone o se ka wa nyatsa kwatlhao ya Mothatayotlhe. Gonne o a tle a tlhokofatse, mme a itse go fapa; a ntshe ntho, mme diatla tsa gagwe di fodise.

Job 6:10-11

Foo nka bo ke sa ntse ke na le kgomotsego; ee, nka bo ke kgana ka botlhoko jo bo sa rekegeleng; gonne ga ke a itatola mafoko a Moitshepi. Thata ya me ke eng, fa e ka bo ne ne fano ke ka lebelela? Le bokhutlo jwa me ke eng fa nka itshoka?

Job 6:14

Yo o gaufi le go idibala o tshwanetse go bona bopelonomi mo tsaleng ya gagwe; ee, le ene yo o latlhang poifo ya Mothatayotlhe.

Job 7:5

Nama ya me e apesitswe diboko le lorole lo lo makote; letlalo la me le tle le kopane mme le itse go phanyega seša.

Job 8:21

O tlaa nama o tlatsa molomo wa gago ka setshego, le dipounama tsa gago ka moduduetso.

Job 10:1

“Mowa wa me o tennwe ke botshelo jwa me; ke tlaa golola go itoka ga me; ke tlaa bua ka bogalaka jwa mowa wa me.

Job 11:16-19

gonne o tlaa lebala matladika a gago; o tlaa a gakologelwa jaaka metsi a a kgophogetseng koo. Le botshelo jwa gago bo tlaa nna phepha bogolo go motshegare; le fa go le lefifi, le tlaa nna jaaka moso fela. O tlaa nna thagamong, ka go na le tsholofelo; ee, o tlaa keleka tikologong ya gago, mme o tlaa ikhutsa mo polokegong. Le gone o tlaa itelega, mme ga go na ope yo o tlaa go boifisang; ee, batho ba le bantsi ba tlaa tla go lopa mo go wena.

Job 13:4

Lona lo balogi ba maaka lotlhe fela, lo dingaka tse di se nang tiro.

Job 13:15

Le fa o mpolaya, ke tlaa nna ke o lebelela fela; le fa go ntse jalo ke tlaa gantshetsa ditsela tsa me fa pele ga one.

Job 13:28

Le fa ke tshwana le selo se se bodileng se se felang, se se tshwanang le kobo e e jelweng ke motoutwane.”

Job 14:22

Nama ya gagwe mo go ene e nne botlhoko, mowa wa gagwe mo teng ga gagwe o hutsafale.”

Job 19:20

Lesapo la me le ngaparetse letlalo le nama ya me, ke falotse ka nama ya marinini fela.

Job 19:25-26

Nna ke a itse fa morekolodi wa me a tshedile, le go re o tlaa re kwa bofelong a eme ka dinao mo lefatsheng. E tlaa re morago letlalo la me le sena go senngwa jaana, ke tlaa bona Modimo ke le mo nameng ya me;

Job 30:16-17

Jaana mowa wa me o tshologile mo teng ga me; malatsi a pitlagano a ntshwere. Mo bosigong marapo a me a nyerega mo teng ga me, metlotsedi e e mphurang ga e ikhutse.

Job 30:27-30

Mala a me a a bela, ga a ikhutse; malatsi a pitlagano a tsile mo go nna. Ke ntshofetse mme e seng ka letsatsi; ke ema ka dinao mo phuthegong ke goela thuso. Ke ngwana wa rraabo bophokoje, ke monkana wa bontšhe. Letlalo la me le lentsho, le wa mo go nna, marapo a me a fisiwa ke mogote.

Job 33:19-22

Le gone o otlhaiwa ka bolwetse mo bolaong jwa gagwe, le ka tlhatlharo e e sa khutleng mo marapong a gagwe; jalo botshelo jwa gagwe boo bo tle bo tenwe ke dijo, le mowa wa gagwe ke dijo tse di metsegang. Nama ya gagwe e tlhorege, ga e kake ya bonwa; marapo a gagwe a a neng a sa bonwe a bile a tswetse kwa ntle. Ee, mowa wa gagwe o atamela kwa moleteng, le botshelo jwa gagwe kwa disenying.

Job 34:31-32

“Gonne a mongwe o kile a raya Modimo a re: ‘Ke kgwathile, ga nketla ke tlhola ke senya.’ A mongwe o rile: ‘Se ke sa se boneng o se nthute, fa ke dirile boikepo, ga nketla ke tlhola ke bo dira’?

Job 42:10-11

E rile Jobe a rapelela ditsala tsa gagwe, Jehofa a busa botshwaro jwa gagwe; Jehofa a ba okeletsa Jobe ka sebedi bogolo go tse o kileng a bo a na natso gale. Foo ga tla kwa go ene bomorwa rraagwe botlhe, le bokgaitsadie botlhe, le botlhe ba o ne a itsanye nabo gale, ba ja dijo nae mo ntlong ya gagwe; ba mo tla matshediso, ba mo gomotsa ka ga bosula jotlhe jo Jehofa o ne a bo lerile mo go ene; le gone mongwe le mongwe a mo naya ledi, le mongwe le mongwe lenyena la gouta.

Psalms 2:2-4

Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa, le balaodi ba logisanya maano, ka ga Jehofa, le ka Motlodiwa wa gagwe, ba re: “A re kgaoleng dithapo tsa bone, le megala ya bone re e latlhe mo go rona.” Ene yo o dutseng mo magodimong o tlaa tshega; Jehofa o tlaa ba sotla.

Psalms 3:3-6

Wena Jehofa, o thebe ka ntlha tsotlhe tsa me; o kgalalelo ya me le motsholetsa tlhogo ya me. Ke tle ke bitse Jehofa ka lentswe la me, mme a nkarabe a le mo thabaneng ya gagwe e e boitshepo. Sela. Ka rapama, mme ka robala; ka tsoga; ka go bo Jehofa o a nkokotletsa. Ga nketla ke boifa makgolokgolo a batho ba ba inkemiseditseng ka ntlha tsotlhe.

Psalms 4:8

Ke tlaa rapama ke ba ke robala mo kagisong; gonne Jehofa ke wena wesi yo o nkagisang mo polokegong.

Psalms 6:2-4

Nkutlwela botlhoko Jehofa; gonne ke swabile fela; Jehofa, o mphodise, gonne marapo a me a remegile. Mowa wa me le one o tshwenyegile thata; mme wena, Jehofa, e tlaa nna goleele go le kaye? Boela mo go nna Jehofa, o golole mowa wa me: o mpoloke ka ntlha ya bopelonomi jwa gago jwa lorato.

Psalms 9:9-10

Gape, Jehofa o tlaa nna kago e e godileng ya botshabelo jwa bone ba ba patikwang, kago e e godileng ya botshabelo mo metlheng ya dipitlagano; ba ba itseng leina la gago ba tlaa ikanya mo go wena; gonne wena, Jehofa, ga o a latlha ba ba go batlang.

Psalms 9:13

Nkutlwela botlhoko, Jehofa; leba go patikwa ga me ke ba ba nkilang, wena yo o ntlhatlosang mo dikgorong tsa loso;

Psalms 10:14

O go bonye; gonne o lebile bosenyi le bopeloyatlhoi go bo tsaya mo seatleng sa gago; yo o se nang boithuso o itesa mo go wena; o ne o ntse o le mothusi wa masiela.

Psalms 13:2-3

Ke tlaa nna ke gakololana le mowa wa me ka lobaka lo lokae, ka ke tlhola letsatsi lotlhe fela ke ntse ke na le bohutsana mo pelong ya me? Mmaba wa me o tlaa nkgodisediwa ka lobaka lo lo kae? O tle o akanye, o bo o mphetole Jehofa, Modimo wa me; bonesa matlho a me, nka tla ka robala boroko ja loso;

Psalms 16:8-11

Ke ntse ke tlhomile Jehofa fa pele ga me ka gale; e re ka a le ka fa tsogong la me le legolo, ga nketla ke tshikinyega. Ke gone ka mo pelo ya me e itumelang, le kgalalelo ya me e ipelang; nama ya me le yone e tlaa nna mo polokegong. Gonne ga o ketla o tlogelela Bobipo mowa wa me; le gone ga o ketla o lesa moitshepi wa gago a bona go bola. O tlaa ntshupetsa tsela ya botshelo; fa pele ga gago go na le letlotlo la boitumelo; mo seatleng sa gago se segolo go na le tse di jesang monate ka bosakhutleng.

Psalms 17:8-9

Mpoloka jaaka thaka ya leitlho, o mphitlhe mo moriting wa diphuka tsa gago. O ntshubele baikepi ba ba nthopang, baba ba me ba ba bolayang ba ba ntikileng.

Psalms 18:1-6

Ke a go rata Jehofa, thata ya me. Jehofa ke lefika la me, le kago ya me ya phemelo, le mogolodi wa me; Modimo wa me, lefika la me le le thata, ke tlaa ikanya mo go one; thebe ya me, le lonaka lwa poloko ya me, le kago ya me e e godileng ya tlhabanelo. Ke tlaa bitsa Jehofa yo o tshwanetsweng ke go bakwa; jalo ke tlaa bolokwa mo babeng ba me. Dikgole tsa loso di ne di ntsentse gare, le merwalela ya boikepo ya mpoifisa. Dikgole tsa Bobipo di ne di ntharile; dirai tsa loso tsa nkwela. Mo pitlaganong ya me ka bitsa Jehofa, ka goela Modimong wa me; a utlwa lentswe la me a le mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo, selelo sa me fa pele ga gagwe sa mo tsena ka ditsebe.

Psalms 22:24

Gonne ga a a nyatsa, le fa e le go feretlhwa ke patikego ya mopatikwi; le gone ga a a mo subela sefatlhogo sa gagwe; mme o rile a mo ikuela, a utlwa.

Psalms 23:1-6

Jehofa ke modisa wa me; ga nketla ke tlhoka sepe. O mpothisa mo mafulong a matalana; o nkgogela ka fa metsing a a didimetseng. O rudisa mowa wa me; o ntsamaisa mo ditseleng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe. Ee, le fa ke ralala mogogoro wa moriti wa loso, ga nketla ke boifa bosula bope; gonne o na le nna; kgoge ya gago, le thobane ya gago, tsone di a nkgomotsa. O a tle o baakanye bojelo fa pele ga me, mo ponong ya baba ba me; o tloditse tlhogo ya me ka lookwane; senwelo sa me se a penologa. Ruri molemo o tlaa ntshala morago le boutlwelobotlhoko, ka malatsi otlhe a go tshela ga me; mme ke tlaa aga mo ntlong ya ga Jehofa ka bosakhutleng.

Psalms 25:16-18

Retologela kwa go nna, o nkutlwele botlhoko; gonne ke swafetse, ke patikegile. Dikhuduego tsa pelo ya me di goletse pele; a o ko o nntshe mo dipitlaganong tsa me. Sekaseka patikego ya me le thekisego ya me; mme o itshwarele maleo a me otlhe.

Psalms 27:1-5

Jehofa ke lesedi la me, le poloka ya me; ke tlaa boifa mang? Jehofa ke thata ya botshelo jwa me, ke tlaa nna mo poifong ka ga mang? E rile badira bosula ba nkwela ba tla go ja nama ya me, e bong baganetsi ba me le baba ba me, ba kgopiwa ba wa. Le fa ntwa e ka tla ya thibelela fa tlase ga me, pelo ya me ga e ketla e boifa; le fa tlhabano e ka tla ya ntsogela, le gone moo ke tlaa nna boikanyo fela. Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa, ke sone se ke tlaa se senkang; ke gore ke tle ke age mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa me, go leba bontle jwa ga Jehofa le go botsa mo tempeleng ya gagwe. Gonne e tlaa re mo motlheng wa khuduego o tlaa mpoloka ka go sa itsiweng mo mogopeng wa gagwe; o tlaa mphitlha mo sekhuting sa motlaagana wa gagwe; o tlaa ntsholetsa a mpaya mo lefikeng.

Psalms 27:10

Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.

Psalms 28:7

Jehofa ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ikantse mo go ene, mme ke thusegile; ka moo pelo ya me e itumela thata; mme ke tlaa mmaka ka sefela sa me.

Psalms 30:2-5

Jehofa, Modimo wa me, ke go ikuetse, mme o mphodisitse. Jehofa, o tlhatlositse mowa wa me mo Bobipong; o ntse o ntshedisitse gore ke se ka ka fologela mo moleteng. Opelelang Jehofa dipako, lona baitshepi ba gagwe, ntshetsang leina la gagwe le le boitshepo malebogo. Gonne bogale jwa gagwe bo ema ka ponyo ya leitlho fela; mo tlhogonolofatsong ya gagwe go botshelo; go ka lala go le selelo bosigo, mme e re ka moso go bo go tle boitumelo.

Psalms 30:9-12

“E tlaa re ke fologela mo moleteng, madi a me a tlaa bo a na le molemo ofe? A lorole lo tlaa go baka? A lo tlaa bolela boammaaruri jwa gago? Utlwa, Jehofa, o nkutlwele botlhoko; Jehofa a e nne wena mothusi wa me.” Selelo sa me o se mphetoletse pino; o nkapotse letsela la kgetse, o ntlamile ka boitumelo; e le gore kgalalelo ya me e go opelele pako, mme e se ka ya didimala. Jehofa Modimo wa me, ke tlaa go leboga ka bosakhutleng.

Psalms 31:2-3

Ntlhwaela tsebe; o nkgolole ka bonako; o nne lefika le le thata mo go nna, ntlo ya phemelo go mpoloka. Gonne wena o lefika la me, le kago ya me ya phemelo; ke gone ka ntlha ya leina la gago, o nkgoge, o bo o ntsamaise.

Psalms 31:9-12

Nkutlwela botlhoko, Jehofa, gonne ke mo khutsafalong; leitlho la me le fediwa ke bohutsana, ee, mowa wa me le mmele wa me. Gonne botshelo jwa me bo feletse mo khutsafalong, le dinyaga tsa me mo go fegelweng; thata ya me e a fela ka ntlha ya boikepo jwa me, marapo a me le one a a nyelela. Ke tsile ka nna sekgobo ka ntlha ya baba botlhe ba me, ee, mo go bagaetsho ga fetelela, ke poitshego mo go ba ke itsanyeng nabo; ba ba kileng ba mpona fa ntle ba ne ba ntshaba. Ke lebetswe jaaka moswi yo o sa tlholeng a gopolwa; ke ntse jaaka nkgwana e e thubegileng.

Psalms 31:15

Dipaka tsa me di mo seatleng sa gago; nkgolola mo seatleng sa baba ba me, le mo go ba ba mpogisang.

Psalms 32:3-4

E rile ke didimetse, marapo a me a onala ka go bokolela ga me ka letsatsi lotlhe. Gonne seatla sa gago se ne se le boima mo go nna motshegare le bosigo; longola lwa me lwa fetoga jaaka ekete komelelo ya selemo.

Psalms 33:18-19

Bonang, leitlho la ga Jehofa le mo go ba ba mmoifang, mo go ba ba solofelang mo boutlwelongbotlhoko jwa gagwe; go golola mowa wa bone mo losong, le go ba tshedisa mo mosweleng.

Psalms 34:7

Moengele wa ga Jehofa o thibelela mo ntlheng tsotlhe tsa ba ba mmoifang, mme o a ba golola.

Psalms 34:15-20

Matlho a ga Jehofa a mo go ba ba mmoifang, le ditsebe tsa gagwe di kwa go goeng ga bone. Sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula, go nyeletsa go gopolwa ga bone mo lefatsheng. Basiami ba ne ba goa, mme Jehofa a utlwa, a ba golola mo ditlalelong tsotlhe tsa bone. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng, o boloka ba ba mowa o o ngomogileng. Dipatikego tsa mosiami di dintsi; mme Jehofa o mo golola mo go tsone tsotlhe. O boloka marapo otlhe a gagwe; ga go na lepe la one le le robegileng.

Psalms 35:13-14

Mme ka ga me, e rile ba le botlhoko, go apara ga me ya bo e le matsela a kgetse; ka patika mowa wa me ka go ikitsa go ja; morapelo wa me wa ba wa boela mo sehubeng sa me. Ka etsa jaaka ekete ke direla tsala ya me kgotsa ngwana wa ga rre; ka obega ka khutsafalo jaaka mongwe yo o lelelang mmaagwe.

Psalms 36:7-9

Ana bopelonomi jwa gago jwa lorato bo botlhokwa jang, Modimo! E bile bana ba batho ba tshabela mo moriting wa diphuka tsa gago. Monono wa ntlo ya gago ba tlaa o kgora thata; o tlaa ba nosa ka noka ya tse di natefang tsa gago. Gonne motswedi wa botshelo o ntse nao; mo leseding la gago re tlaa bona lesedi.

Psalms 37:13-15

Morena o tlaa mo tshega, ka a bona fa letsatsi la gagwe le atamela. Baikepi ba somotse tšhaka, ba bile ba obile bora jwa bone; go tla ba diga bahumanegi le batlhoki le go bolaya ba ba mokgwa o o lolameng. Tšhaka ya bone e tlaa tsena mo pelong tsa bone ka bosi, mara a bone le one a tlaa rojwa.

Psalms 37:37

Lepa moitekanedi, o lebe mothokgami; gonne bokhutlo jwa motho yoo ke kagiso.

Psalms 38:3-10

Ga go na boitekanelo bope mo nameng ya me ka ntlha ya kgakalo ya gago; le gone ga go na go fola gope mo marapong a me ka ntlha ya boleo jwa me. Gonne ditshiamololo tsa me di khurumeditse tlhogo ya me, fela jaaka morwalo o o bokete, di a nkimela. Dikweneso tsa me di a nkga, di bodile, ka ntlha ya boeleele jwa me. Ke a segega, ke bile ke hutaganye thata; ke tlhola ke ntse ke hutsafetse motshegare otlhe. Gonne lotheka lwa me lo tletse phisego; ga go na boitekanelo bope mo nameng ya me. Ke a idibala, ke tapetegile mo go botlhoko; ke gwetlisitswe ke go tlhoka go ikhutsa ga pelo ya me. Morena, keletso ya me yotlhe e fa pele ga gago; le go duma ga me ga go a go fitlhegela. Pelo ya me e a tlolatlola, thata ya me e a mphelela; ka ga lesedi la matlho a me, le lone le ntlogetse.

Psalms 39:10-12

Tlosa petso ya gago mo go nna; ke nyeleditswe ke titeo ya seatla sa gago. E tle e re fa o otlhaela motho boikepo jwa gagwe ka dikgalemo, o tle o nyeletse bontle jwa gagwe jaaka tshwele; ruri motho mongwe le mongwe ke lefela. Sela. Utlwa morapelo wa me, Jehofa; beela go gowa ga me tsebe; o se ka wa didimalela dikeledi tsa me, gonne ke moeng fela wa gago, ke mojaki fela jaaka borraetsho botlhe ba ne ba ntse.

Psalms 40:2-3

Le gone a ntlhatlosa mo mokoleng o o boitshegang, le mo seretseng se se maragaraga; a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng, a ba a tlhomamisa ditsamao tsa me. O tsentse sefela se seša mo molomong wa me, e bong pako ya Modimo wa rona; batho bantsi ba tlaa go bona, ba boifa, mme ba tlaa ikanya Jehofa.

Psalms 40:11

O se ka wa ntlhokisa mapelonamagadi a gago Jehofa; a bopelonomi jwa gago jwa lorato le boammaaruri jwa gago bo ntlamele ka gale le gale.

Psalms 41:3-4

Jehofa o tlaa mo oka a le mo bolaong jwa topetego; o a tle o mo alele bolao jwa gagwe gotlhe fela mo bolwetseng jwa gagwe. Ke rile: “Jehofa, a ko o nkutlwele botlhoko; fodisa mowa wa me; gonne ke go leofetse.”

Psalms 42:5-6

O inametseng wena mowa wa me? O tlhodiegetseng mo teng ga me? Solofela fela mo Modimong, gonne ke tlaa nama ke tla ke o bakela thuso ya sefatlhogo sa one. Ao! Modimo wa me, mowa wa me o iname mo teng ga me, ke gone ka moo ke go gakologelwang ke le mo lefatsheng la Joretane le mo Heremone, kwa thabaneng ya Misare.

Psalms 43:4-5

Ke gone ke tlaa yang kwa sebesong sa Modimo, kwa Modimong, o o leng boitumelo jwa me jo bo feteletseng; le ka harepe ke tlaa go baka Modimo, Modimo wa me. O inametseng wena mowa wa me? Mme o tlhodiegetseng mo teng ga me? Solofela fela mo Modimong; gonne ke tlaa nama ke tla ke o baka, one o e leng thuso ya sefatlhogo sa me le Modimo wa me.

Psalms 46:1-2

Modimo ke botshabelo jwa rona le thata, thuso e e gaufi thata mo tlalelong. Ke gone ka mo re se ketlang re boifa le fa lefatshe le ka fetoga, le fa dithaba di tshikinyega mo bogareng ga mawatle;

Psalms 46:10-11

“Nang fela, mme lo itse fa ke le Modimo; ke tlaa godisiwa mo merafeng; ke tlaa godisiwa mo lefatsheng.” Jehofa wa masomosomo o na le rona; Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela.

Psalms 48:14

Gonne Modimo one, ke Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae; one o tlaa nna mosupatsela wa rona le go ya fela mo losong.

Psalms 50:15

E re mo letsatsing la tlalelo o mpitse; ke tlaa go golola mme o tlaa nkgalaletsa.”

Psalms 51:8

Nkutlwisa boitumelo le boipelo; gore marapo a o a robileng a tle a itumele.

Psalms 51:17

Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o phatlogileng; pelo e e phatlogileng, e e ngomogileng ga o ketla o e nyatsa Modimo.

Psalms 52:6-7

Basiami le bone ba tlaa go bona, ba boifa, mme ba tlaa mo tshega, ba re: “Bonang, monna yo, ke ene yo o neng a se ka a dira Modimo thata ya gagwe; mme a ikanya bontsi jwa dikhumo tsa gagwe, a ba a ithatafatsa mo boikepong jwa gagwe.”

Psalms 55:18

O golotse mowa wa me ka kagiso mo tlhabanong e e neng e mphenya; gonne ba ba lwang le nna ba ne ba le bantsi.

Psalms 55:22

Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.

Psalms 56:3-6

Mo motlheng o ke boifang ka one, ke tlaa ikanya mo go wena. Mo Modimong ke tlaa baka lefoko la one; ke ikantse mo go one Modimo, ga nketla ke boifa; kana yo o nama o ka ntirang? Ba tlhola ba sokamisa mafoko a me letsatsi lotlhe; megopolo yotlhe ya bone e nkemeletse go ntirela bosula. Ba a iphutha, ba a iphitlha, ba lata motlhala wa me, fela jaaka ba ntse ba laletse mowa wa me.

Psalms 56:8

Dikgarakgatshego tsa me o a di bala. A ko o tsenye dikeledi tsa me tsotlhe mo modutwaneng wa gago; a ga di mo lokwalong lwa gago?

Psalms 56:11-13

Ke ikantse mo go one Modimo, ga nketla ke boifa, kana motho o ka ntirang? Maikano a gago Modimo a mo go nna; ke tlaa go ntshetsa ditshupelo tsa go leboga. Gonne o golotse mowa wa me mo losong; a ga o a thiba dinao tsa me mo go kgotšweng? Gore ke tle ke nne ke tsamaye fa pele ga Modimo mo leseding la batshedi.

Psalms 57:1

Nkutlwela botlhoko Modimo, a ko o nkutlwele botlhoko; gonne mowa wa me o tshabela mo go wena; ee, ke tlaa tshabela mo moriting wa diphuka tsa gago, go tsamaya dithekisego tse di fete.

Psalms 59:8-9

Mme wena Jehofa o tlaa ba tshega; o tlaa sotla ka merafe yotlhe. Ao, thata ya me, ke tlaa lebelela mo go wena; gonne Modimo ke kago ya me e e godileng ya phemelo.

Psalms 59:16-17

Mme nna, ke tlaa opela ka ga thata ya gago; ee, mo mosong ke tlaa dudueletsa godimo ka ga boutlwelobotlhoko jwa gago, ka gobo o ntse o le kago ya me e e godileng ya phemelo, le botshabelo mo letsatsing la pitlagano ya me. Wena, Thata ya me, ke tlaa go opelela dipako, ka gobo Modimo ke kago ya me e e godileng ya phemelo, Modimo wa boutlwelobotlhoko jwa me.

Psalms 61:1-4

Utlwa go goa ga me, Modimo; ela morapelo wa me tlhoko. Ke tlaa tlhaeleletsa koo go wena ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe, mogang pelo ya me e phikanngwang ke bohutsana, nkgogela kwa lefikeng le le godimo bogolo go nna. Gonne o ntse o le botshabelo jwa me, kago e e thata ya phemelo fa go tshajwa mmaba. Ke tlaa aga mo motlaaganeng wa gago ka bosakhutleng; ke tlaa tshebela mo sekhukhung sa diphuka tsa gago. Sela.

Psalms 62:1-2

Mowa wa me o lebeletse fela mo Modimong; poloko ya me e tswa mo go one. Ke one osi o e leng lefika la me, le poloko ya me; ke one kago ya me e e godileng ya phemelo; ga nketla ke tshikinyega thata.

Psalms 62:5-8

Mowa wa me, wena o lebelele mo Modimong fela; gonne tebelelo ya me e mo go one fela. Ke one osi lefika la me, le poloko ya me; ke one kago ya me e e godileng ya phemelo; ga nketla ke tshikinyega. Poloko ya me le kgalalelo ya me di na le Modimo; lefika la thata ya me le mo Modimong, le botshabelo jwa me. Lona batho, ikanyeng mo go one ka metlha yotlhe; tshololang dipelo tsa lona fa pele ga one; Modimo ke botshabelo jwa rona. Sela.

Psalms 63:1-8

Modimo, o Modimo wa me; ke tlaa go batla go sa le gale; mowa wa me o go nyoretswe, nama ya me e go tlhologeletswe, mo lefatsheng la lokgere lo lo lapisang, kwa metsi a seong gone. Ke go lebile jalo mo felong ga boitshepo, go bona thata ya gago le kgalalelo ya gago. Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo bogolo go botshelo; dipounama tsa me di tlaa go baka. Jalo ke tlaa go baka ka ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa tsholetsa mabogo a me mo ineng la gago. Mowa wa me o tlaa kgora jaaka fa go jelwe mmoko le monono; molomo wa me o tlaa go baka ka dipounama tse di itumelang; mogang ke go gakologelwang ke le mo bolaong jwa me, mme ke go akanya mo ditisong tsa bosigo. Gonne o ntse o le thuso ya me; mme ke tlaa itumela mo moriting wa diphuka tsa gago. Mowa wa me o go latela ka thata; seatla sa gago se se siameng se ntshegeditse.

Psalms 68:5-6

Modimo ke rramasiela, le moatlholedi wa basadi ba batlholagadi mo boagong jwa one jo bo boitshepo. Ba ba lore, Modimo o tle o ba dire motse; bagolegwi o ba ntshetse go kokotlegela; mme batsuolodi bone, ba agile mo lefatsheng la lokgere.

Psalms 71:18-23

Ee, le gone, e tlaa re ke tsofetse ke thuntse tlhogo, Modimo, o se ka wa ntlogela; go bo go tle go tsamaye ke bolelele kokomana e e tlang thata ya gago, le nonofo ya gago ke e bolelele mongwe le mongwe yo o tlaa tlang. Tshiamo ya gago, Modimo, le yone e godimo thata; wena Modimo yo o dirileng dilo tse dikgolo, yo o tshwanang nao ya bo e le mang? Wena yo o re bontshitseng ditlalelo di le dintsi le tse di botlhoko, o tlaa ba o re rudisa gape, mme o tlaa ba o re kwetola gape o re ntsha kwa matenyeng a lefatshe. Totisa bogolo jwa me, o bo o retologe gape, o nkgomotse. Le gone, ke tlaa go baka ka saletare, e bong boammaaruri jwa gago, Modimo wa me; ke tlaa go opelela ka harepe, wena Moitshepi wa Iseraele. Dipounama tsa me di tlaa itumela thata mogang ke go opelelang dipako; le mowa wa me o o o rekolotseng.

Psalms 73:23-26

Le fa go ntse jalo ke ntse ke na nao ka metlha yotlhe; o ntse o tshwere seatla sa me se segolo. O tlaa nketelela pele ka kgakololo ya gago, morago o tlaa nkamogela mo kgalalelong. Ke na le mang kwa legodimong fa e se wena? Le mo lefatsheng ga go na ope yo ke mo eletsang fa e se wena. Nama ya me e a fela, le pelo ya me; Modimo ke thata ya pelo ya me, le kabelo ya me ka bosakhutleng.

Psalms 82:3

Atlholelang bahumanegi le masiela; direlang ba ba patikwang le batlhoki tshiamo.

Psalms 84:2-4

Mowa wa me o tlhologeletswe, ee, o idibalela fela malwapa a ga Jehofa; pelo ya me le nama ya me di kurueletsa Modimo o o tshedileng. Ee, thaga e iponetse ntlo, le peolwane setlhaga, fa e ka bayang mamphorwana a yone gone, e bong dibeso tsa gago, Jehofa wa masomosomo, Kgosi ya me, le Modimo wa me. Go sego ba ba agileng mo ntlong ya gago; ba tlaa fela ba ntse ba go baka. Sela.

Psalms 86:7

Ke tlaa re mo letsatsing la tlalelo ya me ke go bitse, gonne o tlaa nkaraba.

Psalms 86:13

Gonne boutlwelobotlhoko jwa gago bo bogolo kwa go nna; mme o swatotse mowa wa me mo moleteng o o kwa tengteng.

Psalms 89:47-48

A ko o gakologelwe motlha wa me, gore o mokhutshwane jang! Kana bana botlhe ba batho o ba bopetse lefela jang! Ana motho ke ofe yo o tlaa tshelang mme a se ketla a bona loso? Yo o tlaa gololang mowa wa gagwe mo thateng ya Bobipo e mang?

Psalms 90:1

Jehofa, o ntse o le boago jwa rona mo tshikatshikeng tsotlhe.

Psalms 91:1-7

Ene yo o agileng mo felong fa go sa itsiweng ga Mogodimodimo, o tlaa nnela ruri fa tlase ga moriti wa Mothatayotlhe. Ke tlaa bua ka ga Jehofa, ke re: “Ke ene botshabelo jwa me, le kago ya me ya phemelo; Modimo wa me o ke o ikantseng.” Gonne o tlaa go golola mo serung sa mothaa-nonyane, le mo kgogoding ya leroborobo. O tlaa go bipa ka diala tsa gagwe tsa diphuka, mme o tlaa ya botshabelong fa tlase ga diphuka tsa gagwe; boammaaruri jwa gagwe ke thebe le thejane. Ga o ketla o boifa se se rerang bosigo, le fa e le motswi o o thokgoselang motshegare; le fa e le kgogodi e e tsamayang mo fifing; le fa e le tshenyo e e swafatsang motshegare o mogolo. Go ka wa batho ba le makgolo a le some ka fa tlhakoreng lwa gago; le ba le makgolo a le lekgolo ka fa letsogong la gago le legolo; mme wena, ga go ketla go go atamela.

Psalms 91:9-16

Gonne o rile: “Wena, Jehofa, o botshabelo jwa me.” Mogodimodimo o mo ntshitse bonno jwa gago; ga go na bosula bope jo bo tlaa go welang, le gone ga go na petso epe e e tlaa atamelang mogope wa gago. Gonne o tlaa go laelela baengele ba gagwe, go tla ba go boloka mo ditsamaong tsotlhe tsa gago. Ba tlaa go legelela ka diatla tsa bone, gore e se re gongwe lonao lwa gago lwa tla lwa sugakanngwa ke lentswe. O tlaa gata tau le noga; o tlaa sobotlela tawana le šaušawane tlase ga dinao tsa gago. “E re ka a tlhomile lorato lwa gagwe mo go nna, ke gone ka moo ke tlaa mo gololang; ke tlaa mmaya fa godimo, ka gobo a itsile leina la me. O tlaa mpitsa, mme ke tlaa mo araba; ke tlaa nna nae mo tlalelong, ke tlaa mo golola, ke tlaa mo tlotla. Ke tlaa mo thethebatsa pelo ka botshelo jo boleele, ke mo supetsa poloka ya me.”

Psalms 94:19

Mo bontsing jwa megopolo ya me e e mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di tle di jese mowa wa me monate.

Psalms 94:22

Jehofa e ntse e le ene kago ya me e e godileng ya phemelo; le Modimo wa me e ntse ke one lefika la botshabelo jwa me.

Psalms 100:1-5

Tshelelang Jehofa lošoa la boitumelo, lona mafatshe otlhe. Direlang Jehofa ka boipelo; tlang fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka go opela. Itseng fa Jehofa e le ene Modimo, ke ene yo o re dirileng, mme re ba gagwe; re batho ba gagwe, le dinku tsa bohulo jwa gagwe. Tsenang mo dikgorong tsa gagwe ka go ntsha tebogo, le mo malwapeng a gagwe ka pako; mo ntshetseng malebogo, mme lo bake leina la gagwe. Gonne Jehofa o molemo; boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng; le boikanngo jwa gagwe mo ditshikatshikeng tsotlhe.

Psalms 102:1-5

A ko o utlwe morapelo wa me, Jehofa, mme a go goa ga me go ke go fitlhe koo go wena. O se ka wa mphitlhela sefatlhogo sa gago mo letsatsing la pitlagano ya me; O ntshekegele tsebe; e re mo letsatsing le ke bitsang ka lone o nkarabe ka bonako. Gonne malatsi a me a nyelela jaaka mosi; marapo a me le one a a ša jaaka serumola. Pelo ya me e tapetegile jaaka bojang, e swabile; gonne ke lebala go ja sejo sa me. Ka ntlha ya lentswe la go duma ga me, marapo a me a ngaparetse nama ya me.

Psalms 102:11-12

Malatsi a me a tshwana le moriti o o yang go fela; mme ke swabile jaaka bojang. Mme wena, Jehofa, o tlaa nnela ruri ka bosakhutleng; le segopodiso sa gago go ya ditshikatshikeng tsotlhe fela.

Psalms 103:1-4

Baka Jehofa, mowa wa me; le tsotlhe tse di mo teng ga me a di bake leina la gagwe le le boitshepo. Baka Jehofa, mowa wa me, mme o se ka wa lebala dithuso tsa gagwe tsotlhe; yo o itshwarelang maikepo otlhe a gago; a fodise malwetse a gago otlhe fela; yo o rekololang botshelo jwa gago mo tshenyegong; a go rwese tlhogo ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko a manana;

Psalms 103:14-17

Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela. Ka ga motho ene, malatsi a gagwe a ntse jaaka bojang fela; jaaka sethunya sa naga, le ene o kgaba fela jalo. Gonne phefo ya se foka, mme se ile; le bonno jwa sone ga bo ketla bo tlhola bo se itse. Mme boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo ntse fela go tswa bosasimologeng go ya bosaengkae mo go ba ba mmoifang, le tshiamo ya gagwe go ya baneng ba bana;

Psalms 106:43-46

A ba golola gantsintsi; le fa go ntse jalo ba nna borukhutlhi fela mo kgakololanong ya bone, ba ba ba isiwa kwa tlase mo boikepong jwa bone. Le fa go ntse jalo a tlhokomela pitlagano ya bone, mogang o utlwang selelo sa bone. A gakologelwa kgolagano ya gagwe, a ikwatlhaya ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gagwe. A ba a dira gore ba tlhomogelwe pelo ke botlhe ba ba ba tshwereng ba ba golegile.

Psalms 107:5-6

Ba le tlala le lenyora, mowa wa bone wa idibala mo go bone. Foo ba goela kwa go Jehofa mo tlalelong ya bone, mme a ba golola a ba ntsha mo dipitlaganong tsa bone.

Psalms 107:9-14

Gonne o kgorisa mowa o o eletsang, le mowa o o bolailweng ke tlala o o kgorise ka molemo. Ba ba neng ba dutse mo lefifing le mo moriting wa loso, ba bofetswe mo patikong le mo tshiping; e le ka gonne ba rukhutlhetse mafoko a Modimo, ba tswitla kgakololo ya Mogodimodimo; ke gone ka ntlha ya mo, a pagolola pelo ya bone ka muhuhutso; ba wa, mme go se na ope yo o thusang. Foo ba ikuela Jehofa mo tlalelong ya bone, mme a ba boloka, a ba ntsha mo dipitlaganong tsa bone. A ba ntsha mo lefifing le mo moriting wa loso, a komoganya dipofo tsa bone.

Psalms 107:17-20

Ba ba dieleele ba tle ba bogisiwe ka ntlha ya ditlolo tsa bone, le ka ntlha ya maikepo a bone. Mowa wa bone o feretlhwe ke dilo tsotlhe fela, mme ba atamele kwa dikgorong tsa loso. Foo ba ikuele Jehofa mo tlalelong ya bone, mme a ba golole a ba ntshe mo dipitlaganong tsa bone. A ise lefoko la gagwe, a ba fodise, a ba swatole mo ditshenyegong tsa bone.

Psalms 116:7-9

Boela mo boikhutsong jwa gago, wena mowa wa me, gonne Jehofa o go diretse sentle ka mo go feteletseng. Gonne o golotse mowa wa me mo losong, le matlho a me mo dikeleding, le dinao tsa me gore ke se we. Ke tlaa sepela fa pele ga Jehofa mo lefatsheng la batshedi.

Psalms 116:15

Loso lwa baitshepi ba gagwe lo tlotlega thata mo matlhong a ga Jehofa.

Psalms 118:5-6

Ke ne ka bitsa leina la ga Jehofa mo pitlaganong ya me; Jehofa a nkaraba, mme a mpaya mo felong fa go atlhameng. Jehofa o ntlheng ya me; ga nketla ke boifa; kana motho o ka ntirang?

Psalms 118:8-9

Go molemo go ikanya Jehofa bogolo go go ikanya motho. Go molemo go ikanya Jehofa bogolo go go ikanya dikgosana.

Psalms 118:17

Ga nketla ke swa, ke tlaa tshela, ke ba ke bolela ditiro tsa ga Jehofa.

Psalms 118:18

Jehofa o nkwatlhaile mo go botlhoko; mme ga a a nneela losong.

Psalms 119:25

Mowa wa me o ngaparetse lorole; ntsitsibosa ka fa lefokong la gago.

Psalms 119:28

Ke nyera mowa ka go imelesega; nthatafatsa ka fa lefokong la gago.

Psalms 119:50

Ke lone kgomotso ya me mo pitlaganong; gonne lefoko la gago le ntsitsibositse.

Psalms 119:67

E rile ke ise ke patikwe ka timela; mme jaanong ke tlhokomela lefoko la gago.

Psalms 119:71

Go ntiretse molemo fa ke ntse ke patikwa; gore ke tle ke ithute ditao tsa gago.

Psalms 119:75-77

Ke a itse Jehofa, fa dikatlholo tsa gago di le tshiamo, le gore o nkutlwisitse botlhoko e le ka go ntshiamisa. Ke a go rapela, a ko o mme mapelonomi a gago a lorato a nne kgomotso ya me, ka fa lefokong la gago mo motlhankeng wa gago. A mautlwelobotlhoko a manana a gago a tle mo go nna, gore ke tshele; gonne molao wa gago ke mo go njesang monate.

Psalms 119:92-93

Fa molao wa gago o ka bo o se ka wa nna boitumelo jwa me, nka bo ke nyeletse mo pitlaganong ya me. Ga nketla ke lebala dikaelo tsa gago gope; gonne o ntsitsibositse ka tsone.

Psalms 119:107

Ke utlwisitswe botlhoko thata; ntsitsibosa Jehofa, ka fa lefokong la gago.

Psalms 119:143

phuduego e ntshwere, le tlalelo e e mahehe; le fa go ntse jalo ditaolo tsa gago ke natefelo ya me.

Psalms 121:2

Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa, yo o dirileng legodimo le lefatshe.

Psalms 121:7-8

Jehofa o tlaa go dibela mo bosuleng; o tlaa dibela mowa wa gago. Jehofa o tlaa dibela go tswa ga gago le go tsena ga gago, go tloga fano gompieno le go ya bosakhutleng.

Psalms 126:5-6

Ba ba jalang ka dikeledi ba tlaa roba ka boitumelo. Le fa motho a ka tswa a tsamaya a ntse a lela, mme a tshotse peo, o tlaa ba a tla gape, dingata tsa gagwe a na natso.

Psalms 130:5-6

Ke lebeletse Jehofa, mowa wa me o lebeletse fela, mme ke solofetse mo lefokong la gagwe. Mowa wa me o lebeletse Morena bogolo go fa balebedi ba lebelela mahube a moso; ee, bogolo go balebedi ba mahube a moso.

Psalms 140:1-3

Jehofa, a ko o nkgolole mo mothong yo o bosula; ntibela mo mothong yo o thubakang. Ba ba tlhatlhanyang bosenyi mo pelong tsa bone; ba tlhola ba ntse ba phuthegela ntwa ka gale. Ba looditse loleme lwa bone jaaka noga; botlhoko jwa šaušawane bo ka fa tlase ga dipounama tsa bone. Sela.

Psalms 140:12

Ke a itse fa Jehofa a tlaa emela kgang ya yo o patikwang, le tshiamo ya motlhoki.

Psalms 142:1-7

Ke tlhaeleletsa kwa go Jehofa ka lentswe la me; ke isa mokokotlelo kwa go Jehofa ka lentswe la me. Ke gorometsa boitoko jwa me fa pele ga gagwe; ke supa tlalelo ya me fa pele ga gagwe. E rile mowa wa me o phikame mo teng ga me, wa bo o itse tsela ya me fela. Mo tseleng e ke tsamayang mo go yone ba ntshubetse mutlwane. Leba ka fa ntlheng ya letsogo la me le legolo, mme o bone; gone ga go na ope yo o nkitseng; ke tlhaetswe ke botshabelo; ga go motho ope yo o dirang sepe ka mowa wa me. Ke ne ka tlhaeleletsa koo go wena, Jehofa, ka re: “O botshabelo jwa me, le kabelo ya me, mo lefatsheng la batshedi.” Ela go goa ga me tlhoko, gonne ke ngotlilwe thata; nkgolola mo babogising ba me; gonne ba thata bogolo go nna. Ntsha mowa wa me mo ntlong ya kgolegelo, gore ke ntshetse leina la gago malebogo; basiami ba tlaa ntikanyeletsa; gonne o tlaa ntirela sentle ka pelo mo go feteletseng.

Psalms 143:6-7

Ke otlololela diatla tsa me kwa go wena; mowa wa me o go nyorelwa jaaka lefatshe le le kgalegileng. Jehofa, akofa o nkarabe; mowa wa me o a fela; se mphitlhele sefatlhogo sa gago; nka tla ka nna jaaka ba ba fologelang mo moleteng.

Psalms 145:18-21

Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, e bong botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tlaa dirafatsa keletso ya ba ba mmoifang; le gone o tlaa utlwa pitso ya bone, a ba boloke. Jehofa o boloka botlhe ba ba mo ratang; mme baikepi botlhe o tlaa ba senya. Molomo wa me o tlaa bua pako ya ga Jehofa; a nama yotlhe e bake leina la gagwe le le boitshepo, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Psalms 146:7-9

O o diraletsang bapatikwi tshiamiso; o o fang ba ba bolawang ke tlala dijo; Jehofa o golola bagolegwi. Jehofa o budulola matlho a difofu; Jehofa o topalatsa ba ba obameng; Jehofa o rata basiami. Jehofa o boloka baeng; o tshegetsa khutsana le mosadi wa motlholagadi; mme tsela ya moikepi a e ribege.

Psalms 147:3

O fodisa ba ba pelo di phatlogileng, o fapa matsanko a bone.

Proverbs 3:5-8

O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago. O se ka wa nna botlhale mo matlhong a gago; boifa Jehofa, o bo o kgaogane le bosula. E tlaa nna phodiso mo khubung ya gago, le moko mo marapong a gago.

Proverbs 12:25

Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.

Proverbs 15:13

Pelo e e ntseng mokete e sesa sefatlhogo, mme mowa o phatlolwe ke bohutsana jwa pelo.

Proverbs 17:22

Pelo e e ntseng mokete ke kalafo e e molemo, mme mowa o o phatlogileng o omeletsa marapo.

Proverbs 18:10

Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.

Proverbs 18:14

Pelo ya monna e tle e mo itshokisetse seemera sa gagwe; mme mowa o o phatlogileng o ka kakatlololwa e mang?

Proverbs 18:21

Loso le botshelo di mo thateng ya loleme, ba ba lo ratang ba tlaa ja loungo lwa lone.

Proverbs 24:10-11

Fa o idibala mo motlheng wa pitlagano, nonofo ya gago e a be e le potlana. Golola bone ba ba isiwang kwa losong; le ba ba roromisiwang ke go ya go bolawa, o bo o gane ka bone.

Proverbs 31:6-8

Naya ene yo o gaufi le go swa bojalwa jo bo loileng, le bojalwa jwa mofine o bo neye ene yo o mowa o galakegang; a a nwe, mme a lebale khumanego ya gagwe, mme a a se tlhole a gakologelwa matladika a gagwe. O tumololele dimumu molomo wa gago, go tlhabanela botlhe ba ba tlogetsweng ba le mo tatlhegong.

Ecclesiastes 3:1-4

Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, le boikaelelo bongwe le bongwe tlase ga legodimo bo na le motlha wa jone. Go na le motlha wa go tsalwa, le motlha wa go swa; motlha wa go tlhoma, le motlha wa go khumola sone se se tlhomilweng; motlha wa go bolaya, le motlha wa go fodisa; motlha wa go rutla, le motlha wa go aga; motlha wa go lela, le motlha wa go tshega; motlha wa go hutsafala, le motlha wa go bina;

Ecclesiastes 7:1-4

Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone. Go molemo go tsena mo ntlong ya khutsafalelo bogolo go go tsena mo ntlong ya ditlhapelo; gonne moo ke gone bokhutlo jwa batho botlhe; mme motshedi o tlaa go baya mo pelong. Bohutsana bo molemo bogolo go ditshego; gonne pelo e itumedisiwa ke sefatlhogo se se tlhontseng. Dipelo tsa ba ba botlhale di mo ntlong ya khutsafalelo; mme pelo tsa dieleele di mo ntlong ya ditlhapelo.

Ecclesiastes 7:14

O nne boitumelo mo motlheng wa tlhogonolofalo, mme mo motlheng wa pitlagano o akanye; Modimo o bapisitse motlha o mongwe le o mongwe, gore motho a tle a se ka a lemoga sepe se se tlaa nnang morago ga gagwe.

Isaiah 1:5-6

Ana lo sa ntse lo ratelang go ditewa, ka e le fa lo rukhutlha bogolo bogolo? Tlhogo yotlhe e botlhoko, le pelo yotlhe e a idibala. Go simologa ka pato ya lonao go ya kwa tlhogong, ga go na boitekanelo bope mo go one; fa e se matsankotsanko fela, le dingalo, le dintho tse di tutetseng; ga di a tamolwa, le fa e le go fapiwa, le fa e le go ngodisiwa ka lookwane.

Isaiah 14:7

Lefatshe lotlhe le ikhutsitse, le iketlile; ba ponyega mo go opeleng;

Isaiah 19:22

Jehofa o tlaa itaya Egepeto, a iteye a ba a fodise; mme ba tlaa boela mo go Jehofa, mme o tlaa rapelesega ka ga bone, a ba fodisa.

Isaiah 21:3

Ke gone ka moo lotheka lwa me lo tletse botlhoko jo bo mahehe; metlotsedi e ntshwere, jaaka metlotsedi ya mosadi a belega; ke kudupanye, ga ke utlwe; ke tseanye, ga ke bone.

Isaiah 24:4-6

Lefatshe le a hutsafala le a ngoselela; lefatshe le a topetega le a ngoselela; batho ba ba ipegileng ba lefatshe ba a topetega. Lefatshe le bile le tsenye leswe tlase ga banni ba lone; ka ba tlodile melao, ba fetotse ditao, ba robile kgolagano ya bosakhutleng. Ke gone ka moo phutso e supuditseng lefatshe, le ba ba agileng mo go yone ba bonywe molato; ke gone ka moo banni ba lefatshe ba fisitsweng, mme ba setse ba le banye.

Isaiah 25:4

Gonne o ne o ntse o le felo fa go thata ga bahumanegi, felo fa go thata ga motlhoki mo pitlaganong ya gagwe, botshabelo mo matsubutsubung, moriti mo mogoteng, motlhang leratla la ba ba boitshegang le nnang jaaka fa matsubutsubu a itaaka fa lorakong.

Isaiah 25:8

O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe; le yone kgobo ya batho ba gagwe o tlaa e tlosa mo lefatsheng lotlhe fela; gonne Jehofa o le boletse.

Isaiah 26:3-4

Ene yo pelo ya gagwe e ikaegileng mo go wena, o tlaa mo nnisa mo kagisong e e tlhomameng; ka a ikantse mo go wena. Ikanyeng mo go Jehofa ka bosakhutleng; gonne mo go MORENA JEHOFA go na le lefika la bosaengkae.

Isaiah 26:12

Jehofa o tlaa re laolela kagiso, gonne o re diretse le tsone ditiro tsotlhe tsa rona.

Isaiah 30:18-21

Ke gone ka moo Jehofa o tlaa letang, gore a tle a lo tlhomogele pelo, ke gone ka moo o tlaa nanogang gore a tle a nne pelotshweu go lona; gonne Jehofa ke Modimo wa katlholo; go sego botlhe ba ba mo letang. Gonne batho ba tlaa aga mo Sione kwa Jerusalema; ga o ketla o tlhola o lela; ruri o tlaa nna pelotshweu go wena, a utlwa lentswe la pitso ya gago; o tlaa re a utlwa a go arabe. Le fa Morena a go naya dijo tsa pabaletso, le metsi a patikego, le fa go ntse jalo baruti ba gago ga ba ketla ba tlhola ba subega gope, matlho a gago a tlaa bona baruti ba gago. Le ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: “Tsela ke e, tsamayang mo go yone:” Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.

Isaiah 35:3-6

Thatafatsang diatla tse di bokoa, lo lomaganye mangole a a kgwetlhang. Rayang bone ba pelo e e ngodiegang lo re: “Thatafalang, se boifeng; bonang, Modimo wa lona o tlaa tla ka pusoloso, le ka tefetso ya Modimo; o tlaa tla a lo boloka.” E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela; gonne metsi a tlaa phunyega mo nageng le dinokana mo sekakeng.

Isaiah 35:8-10

Le tsela ya mheru e tlaa nna teng, le bofeto; go tlaa bidiwa tsela ya boitshepo; ba ba sa itshekang ga ba ketla ba tla ka yone; mme e tlaa nna ya bone bale; batsamai le tsela, ee, le ba ba dieleele ga ba ketla ba timela mo go yone. Ga go ketla go nna tau epe teng, le gone sebatana sepe se se gagolang ga se ketla se ya mo go yone; ga di ketla di fitlhelwa teng; mme barekolodwi ba tlaa tsamaya teng; mme ba Jehofa o ba lefetseng ba tlaa bowa, ba tlaa tla ka kopelo mo Sione; boitumelo jwa bosakhutleng bo tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa bona boipelo le boitumelo; mme bohutsana bo tlaa fofela koo le diphegelo.

Isaiah 40:1-2

Gomotsang, gomotsang batho ba me, go bua Modimo wa lona. Lo bue ka kgomotso le Jerusalema, mme lo mo kuele go re, tlhabang ya gagwe e sweditswe, le go re, boikepo jwa gagwe bo itshwaretswe; le go re, o amogetse mo seatleng sa ga Jehofa sebedi ka ga maleo otlhe a gagwe.

Isaiah 40:11

O tlaa fudisa letsomane la gagwe jaaka modisa; o tlaa phuthela dikwanyana mo letsogong la gagwe, a di gara mo sehubeng sa gagwe, tse di amusang o tlaa di tsamaisa ka pepetletso.

Isaiah 40:28-31

A ga o ise o itse? A ga o ise o utlwe? Modimo o o sa khutleng, Jehofa Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe, ga a idibale, ga a lape; tlhaloganyo ya gagwe ga e na go tlhotlhomisiwa gope. O naya baidibadi thata; le ene yo o se nang thata o mo totisetse nonofo. Ba e leng makau ba tlaa idibala ba lapa, le makolwane a tlaa phuaganela ruri; mme ba ba lebelelang mo go Jehofa ba tlaa šafatsa thata ya bone; ba tlaa tlhatloga ka diphuka jaaka bontswi ba batona; ba tlaa siana ba sa lape; ba tlaa tsamaya ka dinao, ba sa idibale.

Isaiah 41:10

O se ka wa boifa, gonne ke nna nao; o se ka wa kgaoga pelo, gonne ke Modimo wa gago; ke tlaa go thatafatsa; Ee, ke tlaa go thusa; ee, ke tlaa go tshegetsa ka seatla se se siameng sa tshiamo ya me.

Isaiah 41:17

Bahumanegi le batlhoki ba batla metsi, mme ga go na ape, loleme lwa bone lo phaphaladitswe ke lenyora. Nna Jehofa ke tlaa ba araba, nna Modimo wa Iseraele ga nketla ke ba latlha.

Isaiah 43:1-2

Mme jaanong, go bua jaana Jehofa yo o go tlhodileng, wena Jakobe, ene yo o go bopileng, wena Iseraele; a re: “O se ka wa boifa, gonne ke go rekolotse; ke go biditse ka leina la gago, o wa me. E tlaa re o ralala metsi ke tlaa bo ke na nao; le o ralala dinoka ga di ketla di go penamela; mogang o ralalang molelo, ga o ketla o ša; le kgabo ga e ketla e tuka mo go wena.

Isaiah 45:7

Ke bopa lesedi, ke bile ke tlhola lefifi; ke dira kagiso, ke bile ke tlhola bosula; ke nna Jehofa, yo ke dirang dilo tse tsotlhe fela.

Isaiah 46:4

Le go ya kwa botsofading e ntse ke nna fela, le go ya kwa tlhogong e pududu, ke tlaa nna ke lo rwala fela; ke dirile, mme ke tlaa belega fela; ee, ke tlaa rwala ke ba ke rola.

Isaiah 48:10

Bona, ke go itshekisitse, mme e seng jaaka selefera; ke go itshenketse mo bokepisong jwa pogiso.

Isaiah 49:10

Ga ba ketla ba bolawa ke tlala, le fa e le ke lenyora; le mogote ga o ketla o ba tlhapela le fa e le letsatsi; gonne ene yo o ba utlwelang botlhoko o tlaa ba goga, le ka fa go e e leng metswedi ya metsi o tlaa ba etelela pele.

Isaiah 49:13

Opelang, lona magodimo; o ipele wena lefatshe; ponyegang mo kopelong, lona dithaba; gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe; mme o tlaa tlhomogela babogisiwa ba gagwe pelo.

Isaiah 49:16

Bona ke go setile ka fa teng ga diatla tsa me; dithako tsa gago di ntse fa pele ga me ka gale le ka gale.

Isaiah 51:3

Gonne Jehofa o gomoditse Sione; o gomoditse mafelo a gagwe otlhe a a kgakgabetseng, o dirile naga ya gagwe go nna jaaka Etene, le sekaka sa gagwe jaaka tshimo ya ga Jehofa; boipelo bo tlaa bonwa gone le boitumelo, tebogo le lentswe la kotiketso.

Isaiah 51:11-12

Barekolodwi ba ga Jehofa ba tlaa bowa, ba tlaa tla mo Sione ka kopelo; mme go ipela mo go sa khutleng go tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa ja boitumelo le boipelo, mme bohutsana le phegelo di tlaa tshabela koo. “Ke Nna, e leng Nna, yo ke go gomotsang; wena o mang fa e bo ne ne jaana o boifa motho yo o tlaa swang, le morwa motho yo o tlaa ediwang bojang?

Isaiah 53:1-12

E mang yo o dumetseng polelo ya rona, le lone letsogo la ga Jehofa le senoletswe mang? Gonne o ne a gola fa pele ga gagwe jaaka setlhatshana se setalana, le jaaka motswe o o tlhogang mo mmung o o omeletseng; ga a na setshwano le fa e le bontle; mme fa re mmona, ga go na bontle jo re ka bong re mo eletsa ka jone. O ne a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho; monna wa mahutsana, a tlwaetse pelo e botlhoko; a nyadiwa jaaka mongwe yo batho ba mo subelang difatlhogo tsa bone, mme ra se ka ra mo ngoka. Ruri, o ntse a rwele pelodibotlhoko tsa rona, a sikere mahutsana a rona; le fa go ntse jalo ra mo kaya go re, o bediwa fela, a itewa ke Modimo fela, a bogisiwa fela. O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe. Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe; mme Jehofa o kokoanyeditse maikepo otlhe a rona mo go ene. O ne a patikwa, le fa go ntse jalo a ikisa tlase fela, a se ka a ba a tswa molomo; jaaka kwanyana e e gogelwang kwa tlhabong, le jaaka nku e le semumu fa pele ga babeodi ba yone. Ee, ga a ka a tswa molomo gope. O ne a tlosiwa ka patiko le tshekiso; mme emang mo go ba ga gabo yo o akantseng go re, kana o kgaolwa fela mo lefatsheng la batshedi? O ne a belediwa tlolo ya batho ba me. Phupu ya gagwe ba e dira ya nna le tsa baikepi, mme a nna le bahumi mo losong lwa gagwe; le fa a se ka a dira tshenyo gope, le gone go ne go se na tsietso epe mo molomong wa gagwe. Le fa go ntse jalo ga kgatlha Jehofa go mo teketa; o mo tlhokofaditse pelo. Mogang o dirang mowa wa gagwe go nna tshupelelo ya boleo, o tlaa bona losika lwa gagwe, o tlaa lelefatsa malatsi a gagwe, le go kgatlhega ga Jehofa go tlaa kokotlegela mo seatleng sa gagwe. O tlaa bona ga mabote a mowa wa gagwe, mme go tlaa mo ya le pelo; motlhanka wa me yo o siameng o tlaa siamisa batho ba le bantsi ka kitso ya gagwe; mme o tlaa belega maikepo a bone. Ke gone ka moo ke tlaa mo abelang kabelo mo bagolong, mme o tlaa kgaogana thopo le bathata; gonne o nne a goromeletsa mowa wa gagwe losong, a balwa le batlodi; le fa go ntse jalo o ne a rwele boleo jwa batho ba le bantsi, le batlodi a ba rapelela thata.

Isaiah 54:4

O se ka wa boifa; gonne ga o ketla o tlhajwa ke ditlhong; le gone o se ka wa sosobagana, gonne ga o ketla o tlhabisiwa ditlhong; gonne o tlaa lebala ditlhong tsa borweetsana jwa gago, le go kgojwa ga botlholagadi jwa gago ga o ketla o tlhola o go gakologelwa gope.

Isaiah 54:14

O tlaa tlhomamisiwa mo tshiamong; o tlaa nna kgakala le patiko, gonne ga o ketla o boifa; o tlaa nna kgakala le therego, gonne ga e ketla e go atamela.

Isaiah 54:17

Ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka ga gago se se tlaa segofalang; le loleme longwe le longwe lo lo tlaa go tsogelang mo tshekong, o tlaa lo sekisa. Selo se, ke boswa jwa batlhanka ba Jehofa, le tshiamo ya bone e e tswang mo go nna.” Go bua Jehofa.

Isaiah 55:12

“Gonne lo tlaa tswa ka boitumelo lo tlaa ntshiwa lo gogwa ka kagiso; dithaba di tlaa ponyega ka kopelo, le makhubu fa pele ga lona, le ditlhare tsotlhe tsa naga di tlaa opa diatla.

Isaiah 57:2

O tsena mo kagisong: ba lapologa mo malaong a bone, e bong mongwe le mongwe yo o tsamayang mo thokgamong ya gagwe.

Isaiah 57:15

Gonne go bua jaana Ene yo o godimo, yo o godileng thata, yo o ntseng mo Bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Boitshepo, a re: “Ke agile mo felong ga godimo le ga boitshepo, le gone ke nna le ene yo o mowa o o ngomogileng, o o ikokobeditseng, go rudisa mowa wa ba ba ikokobeditseng, le go rudisa pelo tsa ba ba pelo e e ngomogileng.

Isaiah 57:18-19

“Ke bonye mekgwa ya gagwe, mme ke tlaa mo fodisa; le gone ke tlaa mo goga, ke ba ke busetsa dikgomotso kwa go ene, le kwa go ba ba mo lelelang. Nna ke tlhola loungo lwa dipounama: Kagiso, kagiso e nne go ene yo o kgakala le go ene yo o gaufi, go bua Jehofa; mme ke tlaa mo fodisa.

Isaiah 58:5-7

A ke gone go ikitsa go ja mo ke go lopileng? A ke letsatsi la motho go ipatika mowa wa gagwe? A ke go ikoba tlhogo fela jaaka mophutlo, le go ikalela letsela la kgetse le molora tlase ga gagwe? A golo mo, o tlaa go raya o re: Ke go ikitsa go ja, o ba o re: Ke letsatsi le le lebosegang mo go Jehofa? “A go ikitsa go ja mo ke go lopileng a ga se gone mo? E bong go golola dikgolego tsa boikepo, le go hunolola dikgole tsa jokwe, le go leseletsa bapatikwi go tsamaya fela, le gore lo robe dijokwe tsotlhe? A ga se go abela ba ba bolailweng ke tlala dijo tsa gago, le go lere mo ntlong ya gago bahumanegi ba ba latlhegileng? O re o bona yo o sa aparang a ga se gore o mo apese? Le gore o se iphitlhele bone ba e leng nama ya gago?

Isaiah 58:8-11

“Foo lesedi la gago le tlaa betlama jaaka phepafalo ya moso, le go fola ga gago go tlaa runya ka bonako; le tshiamo ya gago e tlaa go etelela pele; le kgalalelo ya ga Jehofa e tlaa nna tshimega ya gago. Foo o tlaa bitsa, mme Jehofa o tlaa go araba; o tlaa goa, mme o tlaa re: ‘Ke fano.’ “Fa o tlosa jokwe mo gare ga gago, le go supa ka monwana, le go bua ka boikepo; le gone fa o ntshetsa yo o bolailweng ke tlala pelo ya gago, le yo o bogisiwang fa o mmusetsa pelo; foo lesedi la gago le tlaa tlhaba mo lefifing, le bosabonaleng jwa gago bo tlaa nna jaaka motshegare; Jehofa o tlaa nna mogogi wa gago ka gale le ka gale, a go busetsa pelo mo leubeng, a thatafatsa marapo a gago; mme o tlaa nna jaaka tshimo e e nosiwang, le jaaka motswedi wa metsi, o metsi a one a sa feleng.

Isaiah 61:1-3

Mowa wa Morena Modimo o mo go nna; gonne Jehofa o ntloleditse go rerela ba ba pelonolo mafoko a a molemo; o nthomile gore ke fape ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwa kgololo, le ba ba golegilweng, go re ntlo ya kgolegelo e budilwe. Go bolela ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa, le letsatsi la pusoloso ya Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng; go laolela ba ba hutsafetseng mo Sione, go ba naya mokgabo wa ditšheše boemong jwa melora, lookwane lwa boitumelo boemong jwa khutsafalo, seaparo sa pako mo boemong jwa mowa wa ngodiego; gore ba bidiwe ditlhare tsa tshiamo, tse di tlhomilweng ke Jehofa, gore a galalediwe.

Isaiah 63:9

Mo dipogisong tsotlhe tsa bone le ene a bogisiwa, moengele wa gagwe yo o emelang ene, a ba boloka; a ba rekolola ka lorato lwa gagwe, le ka pelotlhomogi ya gagwe; a ba belega, a ba sikara ka malatsi otlhe a bogologolo.

Isaiah 65:17-19

“Gonne, bonang, ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong. Lona lo ipele, lo itumele ka bosakhutleng mo go se ke se tlholang; gonne ke tlhola Jerusalema go nna boipelo, le batho ba gagwe go nna boitumelo. Ke tlaa ipela ka Jerusalema, ke ja monate mo bathong ba me; mme lentswe la selelo ga le ketla le tlhola le utlwiwa mo go ene, le fa e le lentswe la go gala.

Isaiah 66:13

Fela jaaka mongwe yo mmaagwe o mo gomotsang, nna ke tlaa lo gomotsa jalo; mme lo tlaa gomotsega mo Jerusalema.”

Jeremiah 17:7-8

“Go sego monna yo o ikanyang Jehofa, le yo Jehofa e leng tsholofelo ya gagwe. Gonne o tlaa nna jaaka setlhare se se tlhomilweng fa metsing, se se namang metswe fa nokeng, se se se ketlang se boifa mogang mogote o tlang, mme lekakaba la sone le tlaa nna letalana fela; mme ga se ketla se re ngwaga wa leuba sepe, le fa e le go khutla mo go ungweng.”

Jeremiah 17:14

Mphodisa Jehofa, mme ke tlaa fola; mpoloka, mme ke tlaa bolokega; gonne ke wena pako ya me.

Jeremiah 29:11-13

gonne ke a e itse megopolo e ke e gopolang ka ga lona,” go bua Jehofa, “megopolo ya kagiso, e seng ya bosula, go lo naya tsholofelo mo motlheng wa lona wa bofelo. Lo tlaa mpitsa, lo tlaa ya lo nthapela, mme ke tlaa lo reetsa. Lo tlaa mpatla, mme lo tlaa mpona, mogang lo mpatlang ka pelo yotlhe ya lona.

Jeremiah 30:17

Gonne ke tlaa busetsa go fola mo go wena, ke tlaa go fodisa dintho, go bua Jehofa; gonne ba go biditse molatlhwa ba re: ‘Ke Sione yo o sa batlweng ke ope.’ ”

Jeremiah 31:25-26

Gonne ke thethebaditse mowa o o lapileng, le mongwe le mongwe yo o hutsafalang ke mo etleeleditse.” Foo ka kubuga, ka leba; mme boroko jwa me bo ne bo le monate mo go nna.

Jeremiah 33:6

“Bona, ke tlaa o leretse go fola le phodiso, le bone ke tlaa ba fodisa; mme ke tlaa ba senolela letlotlo la kagiso le boammaruri.

Lamentations 3:19-20

Gopola pogisego ya me le manyobonyobo a me, longana le santlhokwe. Mowa wa me o sa ntse o di gopotse, mme o obegile mo teng ga me.

Lamentations 3:22-26

Fa e bo ne ne re sa nyelediwe jaana ke ka ntlha ya mapelonomi a ga Jehofa, le ka go bo matlhomoga pelo a gagwe a sa tlhaele. A ntse maša ka meso le meso; boikanngo jwa gago bo bogolo. “Jehofa ke kabelo ya me,” go bua mowa wa me: “ke gone ke tlaa solofelang mo go ene.” Jehofa o molemo mo go ba ba mo lebelelang, le mo moweng o o mmatlang. Go molemo gore motho a solofele a be a lebelele poloka ya ga Jehofa a iketlile fela.

Lamentations 3:32-33

Gonne le fa a hutsafatsa, o tlaa tlhomoga pelo ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gagwe. Gonne ga a bogise ka go rata, le fa e le go hutsafatsa bana ba batho.

Lamentations 3:57-58

O ne wa atamela mo motlheng o ke go biditseng ka one wa re: ‘Se boife.’ “Morena, o mpueletse mafoko a mowa wa me a tsheko; o rekolotse botshelo jwa me.

Lamentations 5:10

Letlalo la rona le lentsho jaaka pesetso ka ntlha ya mogote o o fisang wa go bopama.

Ezekiel 34:14-16

Ke tlaa di fudisa bofulo jo bo monate, mme lesaka la tsone le tlaa nna mo dithabeng tsa bogodimo jwa Iseraele. Di tlaa robala mo sakeng le le molemo, di tlaa fula mo bofulong jo bo loreme mo dithabeng tsa Iseraele. Nna ka nosi ke tlaa fudisa dinku tsa me, ke di bothisa, go bua Morena Modimo. “Ke tlaa batla tse di timetseng, ke tlaa ba ke lere tse di lelekilweng, ke tlaa fapa tse di robegileng, ke thatafatsa tse di botlhoko; mme ke tlaa senya tse di nonneng le tse di thata; ke tlaa di fudisa mo tshiamisong.

Daniel 3:28

Nebukatenesare a bua, a re: “A go bakweng Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, o o romileng moengele wa one, mme wa golola batlhanka ba one ba ba ikantseng mo go one, mme ba fetotse lefoko la kgosi, ba ineetse ka mebele ya bone gore ba se direle modimo ope, le fa e le go o obamela, fa e se Modimo o e leng wa bone fela.

Daniel 6:22-23

Modimo wa me o romile moengele wa one, mme o momisitse ditau melomo, ga di a ntshenya gope; gonne fa pele ga one ga fitlhelwa bosenangmolato mo go nna; le gone fa pele ga gago, kgosi, ga ke a senya sepe.” Foo kgosi ya itumela thata, mme ya laola gore ba ntshe Daniele mo mongobong. Mme Daniele a ntshiwa mo mongobong, mme ga se ka ga fitlhelwa tshenyego epe mo go ene, ka a ne a ikantse Modimo wa gagwe.

Daniel 6:27

O a golola, o falodise, o dire ditshupo le dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng; ke one o o golotseng Daniele mo thateng ya ditau.”

Hosea 6:1-2

“Ntlong, re boeleng kwa go Jehofa; gonne o gagotse, mme o tlaa fodisa; o iteile, mme o tlaa re fapa. E tlaa re malatsi a le mabedi a sena go feta a re rudise; mo tsatsing la boraro a re kakatlolole, mme re tlaa tshela fa pele ga gagwe.

Hosea 13:14

Ke tlaa ba golola mo thateng ya phupu; ke tlaa ba rekolola mo losong. Loso, dipetso tsa gago di kae? Phupu, tshenyo ya gago e kae? Boikwatlhao bo tlaa subegela matlho a me.

Joel 2:25-26

“Ke tlaa lo rebolela tsa dinyaga tse tsie e di jeleng, le boijane, le seboko, le mogokong, ntwa ya me e kgolo e nkileng ka e roma mo go lona. Lo tlaa jela mo letlotlong lo kgora, lo tlaa baka leina la ga Jehofa Modimo wa lona, yo o lo diretseng ka kgakgamatso; mme batho ba me ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong gope.

Jonah 2:2

A re: “Ka ntlha ya pitlagano ya me ka biletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba, ka goa ke le mo mpeng ya Bobipo, mme wa utlwa lentswe la me.

Zephaniah 3:17

Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago, e le mothata yo o tlaa bolokang; o tlaa go itumelela ka boitumelo, o tlaa ritibala mo loratong lwa gagwe, o tlaa go dudueletsa ka kopelo.”

Malachi 4:2

Mme lona lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tlaa lo tlhabela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme lo tswela kwa ntle, lo kalapa jaaka dinamane tsa lesaka.

Matthew 2:16-18

Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one. Foo ga dirala se se kileng sa buiwa ke moperofeti Jeremia a re: “Lentswe la utlwala mo Rama, selelo le khutsafalo e kgolo, e le Ragele a lelela bana ba gagwe; mme a gana go gomodiwa, ka gobo ba seyo.”

Matthew 4:23-24

Mme Jesu a tsamayatsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a ruta mo matlong a thuto a bone, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa malwetse mangwe le mangwe otlhe, le dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe mo bathong. Mme tumo ya gagwe ya utlwala mo lefatsheng lotlhe la Siria; mme ba isa kwa go ene botlhe ba ba bobolang, ba tshwerwe ke malwetse mangwe le mangwe, le ditlhokofatso, le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe, ba ba karalalang le ba ba teteselang; mme a ba fodisa.

Matthew 5:3-4

“Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. Go sego ba ba lelang; gonne ba tlaa gomodiwa.

Matthew 5:10-12

Go sego ba ba bogiseditsweng tshiamo; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. “Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me. Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.

Matthew 5:44

mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang;

Matthew 6:25-34

“Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleleng botshelo jwa lona lwa re ‘Re tlaa ja eng, re tlaa nwa eng?’ Le fa e le ka ga mmele lwa re: ‘Re tlaa apara eng?’ Botshelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo? Lebang dinonyane tsa loapi, jaaka di sa jale le gone di sa robe, le fa e le go rorela mo mabolokelong; mme Rraeno wa legodimo o a di otla. Lona a ga lo tlhwatlhwa e kgolo thata bogolo go tsone? Ke ofe wa lona yo o ka ikokeletsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhobaelela bobe? “Lo itlhobaelelelang diaparo? Akanyang dithunya tsa masoma a naga, ka fa di golang ka teng: ga di dire, ga di otlhe. Le fa go ntse jalo ke a lo raya, le e leng ene Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tsone tseo. Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga jo gompieno bo emeng, mme e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong, a ga o ketla o apesa lona bogolo jang, lona ba tumelo e potlana? “Ke gone se itlhobaeleleng lwa re: ‘Re tlaa ja eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa nwa eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa apara eng?’ Gonne Baditšhaba ba batla tsone dilo tsotlhe tseo; gonne Rraeno wa legodimo o a itse fa lo tlhoka dilo tse tsotlhe. Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa. Ke gone se tlhobaeleleng moso: gonne moso o tlaa itlhobaelela ka osi. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanywe ke bosula jwa lone.

Matthew 7:7-8

“Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o lopang o a amogela; le yo o batlang o a bona; mme go bulelwe yo o kgwanyakgwanyang.

Matthew 8:2-3

Mme bonang, ga tla molepero mo go ene, a mo obamela a re, “Morena, fa o rata, o na le thata ya go nntlafatsa.” Jesu a otlolola seatla sa gagwe, a mo ama a re: “Ke a rata, o ntlafale.” Mme bolepero jwa gagwe jwa akofa jwa ntlafala.

Matthew 8:5-13

E rile a sena go tsena mo Kaperenaume, ga tla mo go ene molaodi wa mophato, a mo rapela, a re: “Morena, motlhanka wa me o letse fa fatshe kwa ntlong, o lwala botlhoko jwa teteselo, mme o tlhokofetse thata.” Jesu a mo raya a re: “Ke tlaa ya ke mo fodisa.” Mme molaodi a mo fetola a re: “Morena, go a rona fa o ka tla go tsena tlase ga ditlhomeso tsa ntlo ya me; bua lefoko lengwe fela, mme motlhanka wa me o tlaa fola. Gonne le nna ke monna yo ke mo taolong, ke bile ke na le batlhabani ba ba mo taolong, ke bile ke na le batlhabani ba ba mo taolong ya me; mme ke raya yo ke re: ‘Tsamaya,’ mme a tsamaye; le yo mongwe ke re: ‘Ntlo,’ mme a tle; le motlhanka wa me ke re: ‘Dira se,’ mme a se dire.” Jesu ya re a utlwa, a gakgamala, a raya ba ba mo setseng morago a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga ke ise nke ke bone tumelo e e kanakana, nnyaa, le fa e le mo go Iseraele. Ke lo raya ke re: Batho ba le bantsi ba tlaa tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, mme ba tlaa dula le Aberahame, le Isake, le Jakobe mo bogosing jwa legodimo; mme bana ba bogosi ba tlaa lelekelwa kwa lefifing le le kwa ntle; go tlaa nna selelo le go huranya meno teng.” Mme Jesu a raya molaodi wa mophato a re: “Tsamaya, fela jaaka o dumetse, a go go dirafelele jalo.” Mme motlhanka a fola fela ka lone lobaka loo.

Matthew 8:14-15

E rile Jesu a sena go tsena mo ntlong ya ga Petere, a fitlhela mogwagadia Petere wa mosadi, a lwala botlhoko jwa letshoroma. Mme a mo ama seatla, mme letshoroma la mo tlogela; mme mosadi a tsoga a mo direla.

Matthew 8:16-17

E rile go le maitseboa ba lere kwa go ene batho ba le bantsi ba ba tsenyweng ke badimo; mme a kgoromeletsa mewa eo kwa ntle ka lefoko fela, a ba a fodisa botlhe ba ba lwalang; gore go dirafale sone se se kileng sa buiwa ke moperofeti Isaia a re: “Ene ka esi o itseetse diemera tsa rona, a rwala matlhoko a rona.”

Matthew 8:24-26

Ya re ka tshoganetso ga tsoga ledimo le legolo la phefo mo lewatleng, makhubu a ba a tla a thubegela mo godimo ga mokoro; mme ene a bo a robetse. Ba ya mo go ene ba mo tsosa ba re: “Boloka, Morena; re a nyelela.” Mme a ba raya a re: “Lo boifelang, ba tumelo e potlana ke lona?” Foo a tsoga a kgalemela diphefo le lewatle; mme ga nna tuulalo e kgolo.

Matthew 8:28-32

E rile a sena go fitlha kwa moseja mo lefatsheng la Bagatare, a rakana le batho ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba tswa mo diphupung, ba le bogale thata, mme ga bo go se na ope yo o ka fetang ka tsela eo. Mme ba ba goa ba re: “Re dirang ka wena, wena Morwa Modimo? A o tsile go re tlhokofatsa e ise e nne motlha?” Jaana fa kgakala nabo ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe se fula. Mewa e e maswe e mo rapela thata e re: “Fa o re kgoromeletsa ntle, re romele mo serapeng sa dikolobe.” Mme a e raya a re: “Yang,” mme ya tswa ya ya ya tsena mo dikolobeng; mme bonang, serapa sotlhe sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, sa swela mo metsing.

Matthew 9:2-7

Foo ba lere mo go ene monna mongwe yo o lwalang bolwetse jwa teteselo, a tshotswe ka bolao. Jesu ka a bona tumelo ya bone, a raya yo o teteselang a re: “Ngwana, nametsega, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Mme bangwe ba bakwadi ba ithaya ba re: “Monna yo o a tlhapatsa.” Jesu ka a itse megopolo ya bone a re: “Lo gopolelang bosula mo dipelong tsa lona? Mo go ka nnang bofefo ke gofe, fa go ka twe: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe;’ le fa go ka twe: ‘Tsoga o tsamaye’? Mme gore lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe,” - foo a raya yo o teteselang a re: “Tsoga o tseye bolao jwa gago o ye kwa ntlong ya gago.” Mme a tsoga a ya kwa ntlong ya gagwe.

Matthew 9:12

Ya re a go utlwa a re: “Ba ba itekanetseng ga ba dire ngaka sepe, fa e se ba ba lwalang fela.

Matthew 9:20-22

Mme bonang, mosadi mongwe yo o sa leng a tshologa madi ka dinyaga di le 12, a tla fa morago ga gagwe, a ama makantsa a seaparo sa gagwe; gonne a ithaya a re: “Fa nka ama fela seaparo sa gagwe, ke tlaa fola.” Mme Jesu a retologa a mmona a re: “Morwadiaka, nametsega, tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme mosadi o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.

Matthew 9:23-25

E rile Jesu a tsena mo ntlong ya molaodi, mme a bona ba ba letsang ditlhaka, le lekoko la batho le tsositse modumo, a ba raya a re: “Thibogang, gonne morweetsana ga a a swa, o robetse.” Ba mo tshega ka tshotlo. Ya re lekoko la batho le sena go ntshiwa, a tsena a tshwara morweetsana ka seatla; mme morweetsana a tsoga.

Matthew 9:27-30

E rile Jesu a feta a tswa foo, banna ba le babedi ba ba difofu ba mo sala morago, ba goa ba re: “Morwa Dafite, re utlwele botlhoko!” Ya re a sena go fitlha mo ntlong, difofu tsa tla kwa go ene; mme Jesu a di raya a re: “A lo a dumela fa ke nonofile go dira selo se?” Ba mo raya ba re: “Ee, Morena.” Foo a ama matlho a bone a re: “A go lo dirafalele ka fa tumelong ya lona.” Matlho a bone a buduloga. Mme Jesu a ba laya thata a re: “Lo bone, gore golo mo go se ka ga itsiwe ke ope.”

Matthew 9:32-33

E rile ba tswa, bonang, ga leriwe mo go ene monna mongwe wa semumu, a tsenywe ke mowa o o maswe. Ya re mowa o o maswe a sena go kgoromelediwa ntle, semumu sa bua; mme batho ba bantsintsi ba gakgamala ba re: “Ga go ise go ke go bonwe jalo gope mo go Baiseraele.”

Matthew 9:35

Mme Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.

Matthew 10:1

A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.

Matthew 10:8

Fodisang babobodi, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, kgoromeletsang mewa e e maswe ntle. Lo amogetse fela, nayang fela.

Matthew 10:28-31

Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng. Dithaga di le pedi a ga di rekwe ka bontlhanngwe jwa peni? Mme epe ya tsone ga e ke e wela fa fatshe kwa ntle ga Rraeno. Mme le e leng meriri tota, ya ditlhogo tsa lona, e badilwe yotlhe fela. Ke gone se boifeng; gonne lo tlhwatlhwa e kgolo bogolo go ya dithaga di le dintsi.

Matthew 10:39

Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.

Matthew 11:5

Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, babosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, le bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo.

Matthew 11:28-30

“Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.”

Matthew 12:10-13

Ga bo go le monna mongwe teng yo seatla sa gagwe se omeletseng. Ba mmotsa ba re: “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata?” Mme ya bo e le gore ba tle ba mo neye molato. A ba raya a re: “E ka nna motho ofe mo go lona, yo e ka reng a na le nku e le nngwe fela, mme fa yone e wetse mo mokoleng ka letsatsi la Sabata, yo o sa ka keng a e tshwara a e ntsha? Ke gone motho o tlhwatlhwa kgolo jang go gaisa nku! Ke gone go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata.” Foo a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” A se otlolola; sa fola sentle sa ba sa nna jaaka se sengwe.

Matthew 12:15

Jesu, ya re ka a lemoga, a tswa ka go ngongwaela; mme batho ba le bantsi ba mo sala morago; a ba fodisa botlhe fela.

Matthew 12:22

Foo ga leriwe kwa go ene mongwe yo o tsenyweng ke mowa o o maswe, a le sefofu, a bile a le semumu; mme a mo fodisa, monna wa semumu a ba a tla a bua, a ba a bona.

Matthew 13:20-21

Wa peo e e jadilweng fa go leng matlapa, ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le tshole ka boitumelo; le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene, o tle a eme ka lobakanyana fela; mme e re mogang go tsogang patiko kgotsa pogiso ka ntlha ya lefoko, a akofe a kgopiwe.

Matthew 14:14

A tswa, a bona bontsintsi jo bogolo jwa batho mme a ba tlhomogela pelo, a fodisa balwetse ba bone.

Matthew 14:35-36

Ya re batho ba felo foo ba mo lemoga, ba roma mo tikologong yotlhe ya lefatshe leo, ba tlisa kwa go ene botlhe ba ba lwalang. Ba mo rapela, gore a mme ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme ba ba mo amileng ba fodisiwa botlhe fela.

Matthew 15:22-28

Mme bonang, mosadi wa Mokanana a tswa melelwaneng eo, a goa a re: “Nkutlwela botlhoko, Morena, Morwa Dafite; morwadiake o tshwenngwa thata ke mowa o o maswe.” Mme a se ka a mo fetola ka lefoko lepe. Barutwa ba gagwe ba tla ba mo rapela ba re: “Mo reye a tsamaye, gonne o re tlhaeletsa kwa morago.” Mme a ba fetola a re: “Ga ke a rongwa fa e se kwa dinkung tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele.” Mosadi a tla a mo obamela a re: “Morena, a ko o nthuse.” Mme a mo fetola a re: “Ga go a tshwanela fa go ka tsewa dijo tsa bana, tsa latlhelwa dintša.” Mme a re: “Ee, Morena; gonne le e leng dintša di tle di je matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa beng ba tsone.” Foo Jesu a mo fetola a re: “Ija, mosadi! Tumelo ya gago e kgolo, a go go dirafalele ka fa o ratang ka teng.” Morwadie o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.

Matthew 15:30-31

Ga tla kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsang, le difofu, le dimumu, le digole le ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa. Bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa gakgamala, ka ba bona dimumu di bua, digole di itekanetse, batlhotsi ba tsamaya, le difofu di bona; mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.

Matthew 17:14-18

E rile ba sena go fitlha kwa bontsing jwa batho, ga tla monna mongwe kwa go ene, a mo khubamela a re: “Morena, utlwela morwaake botlhoko; gonne o tle a nne a karalale, mme o utlwa botlhoko thata; gonne o tle a wele mo molelong le mo metsing gantsi. Ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa.” Jesu a ba fetola a re: “Losika lo lo sa dumeleng, lo lo kgopo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae? Mo lereng kwano go nna.” Mme Jesu a kgalemela mowa o o maswe, mme wa tswa mo go ene; mosimane o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.

Matthew 17:20

Mme a ba raya a re: “E ne e le ka ntlha ya bobotlana jwa tumelo ya lona; gonne ammaaruri ke a lo raya: Fa lo na le tumelo e e kanang ka tlhaka ya peo ya mosetara, lo ka raya thaba e lwa re: ‘Tloga fa, o hudugele fale;’ mme e tlaa huduga; mme ga go ketla go nna le sepe se se tlaa lo retelelang.(

Matthew 18:8-9

“Fa seatla sa gago, kgotsa lonao lwa gago di go kgopisa, o di kgaole o di latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole kgotsa setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng o le diatla tsoo pedi kgotsa dinao tsoo pedi. Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo o le matlho oo mabedi.

Matthew 18:14

Fela jalo ga se go rata ga Rraeno yo o kwa legodimong, gore mongwe wa ba babotlana ba, a nyelele.

Matthew 20:30-34

Mme banna ba le babedi ba ba foufetseng ba bo ba dutse fa tseleng, mme ba re ba utlwa fa Jesu a feta, mme ba goa ba re: “Morena Morwa Dafite, re utlwele botlhoko!” Mme batho ba bantsi ba ba kgalemela, ba re ba didimale; mme ba goa bogolo ba re: “Re utlwele botlhoko, Morwa Dafite!” Mme Jesu a ema, a ba bitsa a re: “Lo rata ka lo direla eng?” Ba mo raya ba re: “Morena, ra re: ‘A matlho a rona a foufololwe.’ ” Mme Jesu, ka a tlhomoga pelo, a ama matlho a bone, mme ba akofa ba bona, mme ba mo sala morago.

Matthew 21:14

Difofu le ba ba tlhotsang ba tla kwa go ene mo tempeleng; mme a ba fodisa.

Matthew 21:21-22

Mme Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri ke a lo raya: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo tlaa dira, e seng mo go diretsweng setlhare se sa mofeige go le gosi, mme le fa lo ka raya thaba e, lwa re: ‘Manologa, o thabuegele mo lewatleng!’ Go tlaa dirala. Le gone dilo tsotlhe tse lo di lopang mo thapelong, ka go dumela, lo tlaa di amogela.”

Matthew 24:9-13

“Ke gone ba tlaa lo tsenyang mo dipitlaganong, ba lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke merafe yotlhe, ka ntlha ya leina la me. Foo ba le bantsi ba tlaa kgopiwa, ba tlaa okana ba ilana. Baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tlaa tsoga, mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi. E tlaa re ka boikepo bo tlaa bo bo ntsifetse, lorato lwa bontsi bogolo lo tlaa tsidifala. Mme yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa.

Matthew 24:21-22

gonne go tlaa nna sepitla se segolo mo metlheng eo, se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eno; nnyaa, le gone go se ketla go tlhola go nna jalo gope. Mme fa e ka bo metlha eo e se ka ya khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se nka a bolokwa; mme e tlaa re ka ntlha ya baitshenkedwi metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.

Matthew 25:36

ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’

Matthew 26:35

Petere a mo raya a re: “Le fa nka bo ke na le go swa nao, le fa go ntse jalo ga nketla ke go itatola.” Le barutwa botlhe ba bua fela jalo.

Matthew 26:37-39

Mme a tsaya Petere le bomorwa Sebete boo babedi a ya nabo, mme a simolola go hutsafala le go huduega mo go botlhoko. Foo a ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata, e le mo go isang losong fela; nnang fa, lo lebelele le nna.” Mme a ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re: “Rra we, fa go ka nna jalo, a senwelo se, se mphete, le fa go ntse jalo, e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.”

Matthew 27:26

Foo a ba gololela Barabase; mme Jesu ene a mo seola, a ba a mo neela go bapolwa.

Matthew 27:35

E rile ba sena go mmapola, ba kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola.

Matthew 27:46

Ya re e ka ne e le ka nako ya boraro maitseboa, Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eli, Eli, lama sabakathani?” Ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”

Mark 1:23-26

Mme ga tshoganwa ka go bile go le monna mongwe mo ntlong ya bone ya thuto, a na le mowa o o maswe; mme a goa, a re: “Re dirang ka wena, wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene, o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, mme o tswe mo go ene!” Mowa o o maswe wa tswa mo go ene o mo fafamosa, o goa ka lentswe le legolo.

Mark 1:30-31

Jaana mogwagadia Simone, wa mosadi, a bo a bobola botlhoko jwa letshoroma; mme ba akofa ba mo mmolelela. Mme a tla a mo tshwara ka seatla, a mo kakatlolola; mme letshoroma la mo tlogela, mme mosadi a ba direla.

Mark 1:32-34

E rile go le maitseboa letsatsi le kotlomela, ba lere kwa go ene botlhe ba ba bobolang, le ba ba tsenyweng ke mewa e e bosula. Motse otlhe wa bo o phuthegile o kokoanye fa mojakong. Mme a fodisa batho ba le bantsi ba ba lwalang malwetse a le mantsi, a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula e le mentsi; mme a se ka a leseletsa mewa e e bosula go bua, ka gobo e ne e mo itse.

Mark 1:39-42

Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a tsena mo matlong a bone a thuto, a rera, a kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Ga tla molepero kwa go ene, a mo khubamela; a mo raya a re: “Fa o rata o na le thata ya go mphepafatsa.” Ya re ka a tlhomoga pelo, a otlolola letsogo, a mo ama, a mo raya a re: “Ke a rata, phepafadiwa.” Mme lepero la mo tlogela ka bofefo, a ba a phepafala.

Mark 2:3-12

Bangwe ba tla ba lere mo go ene monna yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a rwelwe ke batho ba le bane. E rile ka ba retelelwa ke go mo atamela ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba tlhomesolola ntlo bolebana nae; ya re ba sena go phunya, ba folosa yo o bobolang bolwetse jwa teteselo ka bolao jo o letseng mo go jone. Mme Jesu ka a bona tumelo ya bone, a raya yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a re: “Morwaaka, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Mme ga bo go dutse bangwe ba bakwadi teng, ba akanya mo pelong tsa bone ba re: “Monna yo o buelang jaana? O a tlhapatsa. E mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo?” Ya re fela ka bonako, ka Jesu a lemoga mo moweng wa gagwe fa ba akanya jalo mo teng ga bone, a ba raya a re: “Ana lo akanyeletsang dilo tse mo dipelong tsa lona? Mo go ka nnang bofefo ke gofe, a e ka nna go raya motho yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe;’ kgotsa go re: ‘Tsoga, o tseye bolao jwa gago, o tsamaye’? Mme gore lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe,” a raya yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a re: “Ke a go raya, Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago.” Mme a tsoga, a tsaya bolao jwa gagwe fela ka bonako, a tswa fa pele ga bone botlhe; ba ba ba gakgamala botlhe, ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re ke re bone mo go ntseng jaana gope.”

Mark 2:17

Ya re Jesu a utlwa a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba dire ngaka sepe, fa e se ba ba lwalang fela; ga ke a tlela go bitsa basiami, fa e se baleofi fela.”

Mark 3:1-5

Motlha mongwe a ba a tsena gape mo ntlong ya thuto; mme ga bo go le monna mongwe gone yo o seatla se omeletseng. Mme ba mo lepa gore a o tlaa mo fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba tle ba mo neye molato. Mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Ema fa gare fa.” A ba raya a re: “A go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo, kgotsa go bolaya?” Mme ba didimala fela. Ya re a sena go ba kobakoba ka bogale, ka a tlhokofadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone, a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” Mme a se otlolola; mme seatla sa gagwe sa fola.

Mark 3:10-11

O ne a fodisitse batho ba le bantsi; ga ba ga tla ga re botlhe ba ba nang le dipetso ba mo kgotlhaganyetsa, gore ba mo ame. Le mewa e e maswe e ne e tle e re e mmona, e wele fa pele ga gagwe, e goe e re: “O Morwa Modimo.”

Mark 3:14-15

A tlhaola ba le 12 gore ba nne nae, gore a tle a ba rome ba ye go rera Mafoko a a Molemo, le gore ba nne le thata ya go kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Mme ke ba:

Mark 4:16-17

Jalo le bone ba ba jadilweng fa go matlapa, ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo; mme ga ba na modi mo go bone ka bosi, ba tle ba eme ka lobakanyana fela; e re mogang go tsogang patikego, kgotsa pogiso, ka ntlha ya lefoko, ba akofe ba kgopiwe.

Mark 4:37-40

Mme ga tsoga matsubutsubu a matona a phefo, mme makhubu a metsi a tlolela mo mokorong; mokoro wa ba wa rata go tlala. Mme ene a bo a le kwa moseong ga mokoro, a robetse mo mosamong; mme ba mo tsosa, ba mo raya ba re: “Moruti, a ga o re sepe fa re nyelela?” Mme a tsoga, a kgalemela phefo, a raya lewatle a re: “Kgaotsa, o sisibale!” Mme phefo ya khutla, ga ba ga nna tuulalo e kgolo. Mme a ba raya a re: “Ana lo boifelang? A ga lo ise lo nne le tumelo?”

Mark 5:2-13

Ya re a sena go tswa mo mokorong, a akofa a kgatlhana le monna mongwe yo o nang le mowa o o maswe, a tswa mo diphupung; yo boago jwa gagwe bo leng mo diphupung; mme ga bo go se ope yo o ka tlholang a mo golega, nnyaa, le fa e le ka ketane; gonne o ne a kile a golegwa gantsi ka mefiri le diketane, mme diketane a di komaganye, le mefiri a e thubaganye. Go ne go se ope yo o nonofileng go mo kgwabofatsa. Ka gale le gale, bosigo le motshegare, a le mo diphupung le mo dithabeng, a bo a ntse a goa, a itshegaka ka maje. Mme ya re a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a ya a mo obamela. A goa ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.” Ka gobo o ne a o reile a re: “Tswa mo monneng yo, mowa o o maswe ke wena!” Mme a mmotsa a re: “Leina la gago ga twe o mang?” A fetola a re: “Leina la me ke Mophato, gonne re bantsi.” Mme a mo rapela thata gore a se ka a e leleka mo lefatsheng leo. Jaana ka fa mofapheng wa thaba ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe, di fula. Mme ya mo rapela ya re: “Mma re ye mo dikolobeng gore re tsene mo go tsone.” Mme a e leseletsa. Mewa e e maswe ya tswa, ya tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, e ka ne e le di le 2 000; mme tsa betwa ke lewatle.

Mark 5:25-29

Mme mosadi yo o sa leng a lwala ka go tshologa madi ka dinyaga di le 12, mme a bogile dilo di le dintsi ka dingaka di le dintsi, a bile a fedisitse dilo tsotlhe tsa gagwe, mme a sa bone thusego epe, bogolo bolwetse bo golela pele fela, ya re ka a utlwa ka ga Jesu, a tla a tsena mo bontsing fa morago, a ama seaparo sa gagwe, gonne o ne a re: “Fa nka ama le fa e ka bo e le diaparo tsa gagwe fela, ke tlaa fola.” Mme ka bonako go elela ga madi mo go ene ga khutla; a ikutlwa mo mmeleng wa gagwe fa a fodisitswe mo petsong ya gagwe.

Mark 5:35-42

Ya re a sa ntse a bua, bangwe ba tla, ba tswa kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto, ba re: “Morwadio o sule, ana o sa ntse o lapisetsang moruti?” Mme Jesu, a tlhokomologa lefoko le le buiweng, a raya molaodi wa ntlo ya thuto a re: “O se ka wa boifa, dumela fela.” Mme a se ka a leseletsa ope go ya nae, fa e se Petere, le Jakobe le Johane monnawe Jakobe. Ba fitlha kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto; mme a fitlhela go le khuduego, batho ba le bantsi ba lela, ba kurueletsa godimo. Ya re a sena go tsena a ba raya a re: “Lo direlang khuduego jaana, lo lela? Ngwana ga a a swa, o robetse.” Mme ba mo tshega ka tshotlo. Ene ya re a sena go ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rrangwana le mmaagwe, le bone ba o nang nabo, a tsena kwa ngwana o leng teng. A tshwara ngwana ka seatla, a mo raya a re: “Talitha kumi,” ke go re fa go phuthololwa: “Morweetsana ke a go raya, tsoga.” Ka bonako morweetsana a tsoga, a tsamaya ka dinao, gonne o ne a le dinyaga di le some le bobedi. Ba gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.

Mark 6:5

O ne a sa ka ke a dira tiro epe ya nonofo teng, fa e se gore o ne a baya diatla tsa gagwe mo balwetsing ba se kae, mme a ba fodisa.

Mark 6:13

Ba kgoromeletsa mewa e e maswe le e mentsi ntle, le batho ba le bantsi ba ba lwalang, ba ba tlotsa lookwane, ba ba fodisa.

Mark 6:55-56

Mme ba taboga le lefatshe leo jotlhe mo tikologong, ba simolola go rwala balwetsi ka malao, ba ba mo latisa kwa ba mo utlwalelang teng. Gongwe le gongwe kwa o tsenang teng, mo metsaneng, kgotsa mo metseng, kgotsa mo nageng fela, ba baya balwetsi mo dipatlelong tsa borekelo, ba mo rapela gore ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fola.

Mark 7:25-30

Ka bonako mosadi mongwe yo ngwana wa gagwe wa mosetsanyana o nang le mowa o o maswe, ya re a mo utlwela, a tla a wela fa dinaong tsa gagwe. Jaana mosadi yo ya bo e le Mogerika, wa tšhaba ya Serofonike. Mme a mo rapela thata gore a kgoromeletse ntle mowa o o maswe mo go morwadie. Mme a mo raya a re: “A bana ba kgore pele; gonne, ga go a tshwanela go tsaya dijo tsa bana, le go di latlhela dintša.” Mosadi a mo fetola a re: “Ee, Morena, le e leng tsone dintša, di le ka fa tlase ga lomati lwa bojelo, di ja matlhotlhora a bana.” Mme ene a mo raya a re: “Ka lefoko leo tsamaya fela; mowa o o maswe o dule mo go morwadio.” Mme a tsamaya a ya ga gagwe, mme a fitlhela ngwana a beilwe mo bolaong, mme mowa o o maswe o dule mo go ene.

Mark 7:32-37

Ba lere kwa go ene monna mongwe yo o bosusu, yo o kwakwaetsang; mme ba mo rapela thata gore a mmeye seatla. Mme a mo ntsha mo bontsing a mo isa fa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe, a ba a ama loleme lwa gagwe; a lelalela legodimong, a fegelwa, a mo raya a re: “Efatha,” ke go re: “Kabologa.” Ditsebe tsa gagwe tsa kabologa, le thapo ya loleme lwa gagwe ya hunologa, a itse go bua sentle. A ba laya gore ba se ka ba bolelela ope; mme fela jaaka a ba laile thata, bone ba ya ba bolela bogolo thata. Ba gakgamala mo go feteletseng ba re: “O dirile dilo tsotlhe sentle; o dira gore ba ba bosusu ba utlwe, le ba ba dimumu ba bue.”

Mark 8:22-25

Ba tla ba fitlha mo Bethesaita. Mme ba tlisa kwa go ene monna wa sefofu, ba mo rapela thata gore a mo ame. Mme a tshwara monna wa sefofu ka seatla, a mo gogela kwa ntle ga motsana; ya re a sena go mo kgwela mathe mo matlhong le go mmaya diatla, a mmotsa a re: “A o bona sengwe?” A lelala a re: “Ke bona batho; ke ba bona e kete ditlhare, ba a tsamaya.” Foo a mmaya diatla gape mo matlhong, mme a leba ka tlhomamo, a fodisiwa, a bona dilo tsotlhe sentle fela.

Mark 9:17-27

Mongwe wa bontsi a mo fetola a re: “Moruti, ke lerile morwaake kwa go wena; o na le mowa wa semumu. Gongwe le gongwe kwa o mo tshwarang teng, o mo piriganyetsa fa fatshe; mme a phoke mafulo, a phuranye meno, a kwatlalale. Mme ke buile le barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle, mme ba palelwa.” A bua nabo a re: “Ao! a losika lo lo se nang tumelo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae? Mo lereng kwano go nna.” Ba mo isa kwa go ene; mme ya re a mmona ka bonako mowa wa mo tsibiketsa mo go botlhoko; mme a wela fa fatshe a bidikama, a phoka mafulo. Mme a botsa rraagwe a re: “Go fetile lobaka lo lokae, golo mo go sena go tlaa mo go ene?” Mme a re: “E sa le ka bonyana jwa gagwe. Gantsintsi o mo digetse mo molelong le mo metsing go mo senya; mme fa o nonofile go dira sengwe, o re tlhomogele pelo, o re thuse.” Jesu a mo raya a re: “Wa re: ‘Fa o nonofile!’ Aitse dilo tsotlhe di ka diralela yo o dumelang.” Foo rra ngwana a goa a re: “Ke a dumela; thusa go tlhoka go dumela ga me.” Ya re Jesu a bona fa bontsi jwa batho bo tabogela mmogo teng, a kgalemela mowa o o maswe a re: “Wena mowa wa semumu, o o bosusu, ke a go laola, tswa mo go ene, mme o se ka wa tlhola o tsena mo go ene.” Ya re o sena go goa, le go mo tsibiketsa thata, wa tswa, mme ngwana a nna jaaka moswi fela; bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa re: “O sule.” Mme Jesu a mo tshwara ka seatla, a mo kakatlolola, mme a ema.

Mark 9:43-48

Fa seatla sa gago se go kgopa, o se kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole, bogolo go go tsena o le diatla tsoo pedi mo moleteng, mo molelong o o sa ka keng wa tingwa; (kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.) Mme fa lonao lwa gago lo go kgopa, o lo kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le setlhotsa, bogolo go go latlhelwa o le dinao tsoo pedi mo moleteng. (Kwa seboko sa bone se sa sweng teng le kwa molelo o sa tingweng teng.) Fa leitlho la gago le go kgopa, o le gonye; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo bogosing jwa Modimo o le moitlho, bogolo go go latlhelwa o le matlho mabedi mo moleteng. Kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.

Mark 10:46-52

Ba fitlha kwa Jeriko; mme ya re a tswa mo Jeriko, a na le barutwa ba gagwe, le bontsi jo bogolo jwa batho, Baretimaeo morwa Timaeo, mokopi wa sefofu, a bo a dutse fa thoko ga tsela. Ya re a utlwa fa e le Jesu wa Nasaretha, a simolola go goa a re: “Jesu morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!” Mme batho ba le bantsi ba mo kgalemela, ba re a didimale, mme a goa bogolo bogolo a re: “Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko.” Mme Jesu a ema a re: “Mmitseng,” mme ba bitsa monna wa sefofu, ba mo raya ba re: “Nametsega tlhe, nanoga o a go bitsa.” Ene a latlha seaparo sa gagwe, a tlola, a tla kwa go Jesu. Jesu a mo fetola a re: “O rata ka go direlang?” Monna wa sefofu a mo raya a re: “Moruti, a nke ke amogele pono ya me.” Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme a akofa a amogela pono ya gagwe, a ba a mo sala morago mo tseleng.

Mark 11:22-24

Mme Jesu a ba raya a re: “Nnang le tumelo mo Modimong. Ammaaruri ke a lo raya, le yo o tlaa rayang thaba e, a re: ‘Manologa o thabuegele mo lewatleng;’ fa a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela fa se o se buang se tlaa dirala; o tlaa se bona. Ke gone ke lo rayang ke re, dilo tsotlhe tse lo di rapelelang lo di lopa, lo dumela fa lo di amogetse, mme lo tlaa di bona.

Mark 13:9-13

“Lo itise, gonne ba tlaa lo neela mo makgotleng; lo tlaa bediwa mo matlong a thuto; lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone. Mme Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele. Mme e tlaa re ba lo gogela kwa ditshekong, ba lo neela balaodi, lo se ka lwa tlhobaelela pele se lo tlaa se buang; fela se lo tlaa se newang mo nakong eo, lo bue sone fela, gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang, e tlaa bo e le Mowa o o Boitshepo. Mme morwa rramotho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, le rra motho ngwana wa gagwe; le bana ba tlaa tsogolegela batsadi ba bone, ba dira gore ba bolawe. Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, yoo o tlaa bolokwa.

Mark 14:31

Mme a tlerebetsa ka thata a re: “Le fa nka bo ke na le go swa nao, ga nketla ke go itatola.” Ba bua jalo botlhe fela.

Mark 14:33-36

A tsaya Petere, Jakobe le Johane, a ya nabo, mme a simolola go tseana thata, le go fuduega mo go botlhoko. A ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata, e le mo go isang losong fela; lo nne fa, lo lebelele.” A ya fa pelenyana, a wela fa fatshe, a rapela gore, fa go ka nna jalo, nako eo e mo fete. A re: “Ntata, Rra, dilo tsotlhe di ka dirafala mo go wena; tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.”

Mark 15:15

E rile ka Pilato a rata go thethebatsa batho dipelo, a ba gololela Barabase, mme ya re a sena go seola Jesu, a mo neela go bapolwa.

Mark 15:24-25

Mme ba mmapola; le diaparo tsa gagwe ba di kgaogana, ba laolela mongwe le mongwe se o se tsayang ka go thela bola. Ya bo e le nako ya boraro, fa ba mmapola.

Mark 15:34

Ya re go le nako ya 9 Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eloi, Eloi, lama sabakathani,” ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”

Mark 16:17-18

Ditshupo tse, di tlaa dirana le ba ba dumelang: ba tlaa kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la me; ba tlaa bua dipuo tse dintšha; ba tlaa tsholetsa dinoga, mme fa ba ka nwa se se bolayang, ga se ketla se ba utlwisa botlhoko gope; ba tlaa baya diatla mo balwetseng, mme ba tlaa fola.”

Luke 4:18

“Mowa wa Morena o mo go nna, gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthomile (go fodisa ba ba pelo di phatlogileng), go rerela bagolegwi kgololo, le phoufologo ya ba ba foufetseng, go golola ba ba teketilweng,

Luke 4:33-36

Mo ntlong ya thuto ga bo go le motho yo o nang le mowa o o maswe, mme a goa ka lentswe le legolo. A re: “Hee! Re go dirang wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene; o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, o tswe mo go ene,” ya re mowa o o maswe o sena go mo piriganya fa gare ga bone, wa tswa mo go ene, mme wa se ka wa mo utlwisa botlhoko. Botlhe ba welwa ke kgakgamalo, ba raana ba re: “Ana lefoko le ke la eng? Gonne o laola mewa e e maswe ka thata le ka nonofo, mme e tswe.”

Luke 4:38-39

Mme a ema a tswa mo ntlong ya thuto, a ba a tsena mo ntlong ya ga Simone. Mme mogwagadia Simone wa mosadi a bo a tshwerwe ke bolwetse jo bogolo jwa letshoroma; mme ba mo mo rapelela. Mme a ya a mo okama, a kgalemela bolwetse jwa letshoroma; mme jwa mo tlogela; mme a akofa a ema, a ba direla.

Luke 4:40

Jaana e rile letsatsi le kotlomela, botlhe ba ba nang le ba ba bobolang malwetse mangwe le mangwe, ba ba isa kwa go ene; mme a baya diatla mo go mongwe le mongwe wa bone, a ba fodisa.

Luke 5:12-13

Ga dirala e rile le mo motseng mongwe, bonang, monna yo o tletseng lepero; yo e rileng a bona Jesu a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a mo rapela, a re: “Morena, fa o rata, o na le thata go nntlafatsa.” Mme a otlolola seatla, a mo ama a re: “Ke a rata, o ntlafale.” Mme fela ka bonako lepero la mo tlogela.

Luke 5:15

Tumedi ka ga gagwe ya tota bogolo bogolo; mme matshutitshuti a batho a phuthegela mmogo go utlwa, le go fodisiwa malwetse a bone.

Luke 5:17-25

Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao, ka a ruta, ga bo go le Bafarisai le baruti ba molao ba dutse teng, ba ba tswang mo metseng yotlhe ya Galilea le Jutea, le Jerusalema; mme thata ya Morena ya nna nae go ba fodisa. Mme bonang, banna bangwe ba lere motho yo o tshwerweng ke go tetesela, ba mo tshotse ka bolao, ba batla ka fa ba ka mo isang mo teng ka teng, le go mmaya fa pele ga gagwe. E rile ka ba sa bone ka fa ba ka mo isang mo ntlong ka teng, ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba tlhatlogela kwa godimo ga ntlo, ba mo folosa ka bolao jwa gagwe ka fa borulelong, ba mmaya fa gare, fa pele ga Jesu. Ya re a bona tumelo ya bone, a mo raya a re: “Monna, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Bakwadi le Bafarisai ba simolola go akanya go re: “E mang yo, yo o buang ditlhapatso? E mang yo o ka itshwarelang dibe fa e se Modimo osi fela?” Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo akanya eng mo pelong tsa lona? Mo go bofefo ke gofe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago di itshwaretswe;’ le fa e le go re: ‘Tsoga o tsamaye?’ Mme gore lo tle lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng, ya go itshwarela dibe,” a raya ene yo o teteselang a re: “Ke a go raya, ‘Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago.’ ” Fela ka bonako a tsoga fa pele ga bone, a tsaya se o neng a letse mo go sone, a ya kwa ntlong ya gagwe, a ntse a galaletsa Modimo.

Luke 5:31-32

Jesu a ba fetola a re: “Ba ba itekanetseng ga ba dire ngaka sepe; fa e se ba ba lwalang fela. Ga ke a tla go bitsa basiami, fa e se baleofi fela, gore ba tle boikwatlhaong.”

Luke 6:6-10

Ga dirala ya re ka Sabata o mongwe, a tsena mo ntlong ya thuto, a ruta; ga bo go le monna teng, yo seatla sa gagwe se segolo se omeletseng. Bakwadi le Bafarisai ba mo lepa gore a o tlaa fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba bone ka fa ba ka mo nayang molato ka teng. Mme a itse megopolo ya bone, mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Nanoga, a eme fa gare.” A nanoga a ema fa gare. Jesu a ba raya a re: “Ke a lo botsa ka re, a go letleletswe go dira molemo ka malatsi a Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo kgotsa go bo senya?” A ba koba botlhe, a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” A dira jalo; mme seatla sa gagwe sa fola sa nna jaaka se sengwe.

Luke 6:17-19

Mme a fologa nabo, a ema mo lobaleng, a na le bontsi jo bogolo jwa barutwa ba gagwe, le batho ba le bantsintsi ba ba tswang mo Jutea yotlhe, le Jerusalema, le kwa lefatsheng le le okameng lewatle la Ture le Sitone, ba tsile go mo utlwa, le go fodisiwa malwetse a bone; le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe, mme ba fodisiwa. Mme bontsi jotlhe jwa senka go mo ama, ka gonne nonofo e ne e tswa mo go ene, a ba fodisa botlhe.

Luke 6:21-23

Lo sego lona ba lo bolawang ke tlala jaana; gonne lo tlaa kgorisiwa. Lo sego lona ba lo lelang jaana; gonne lo tlaa tshega. Lo sego, mogang batho ba lo ilang, ba ikgaoganya le lona, ba lo kgoba, ba latlha leina la lona jaaka se se bosula, ka ntlha ya Morwa Motho. “Lo itumele mo motlheng oo, lo bo lo ipele, gonne bonang, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba diretse baperofeti jalo.

Luke 7:2-10

Ga bo go le molaodi wa mophato, a na le motlhanka, mme a mo rata thata, a bo a lwala a le gaufi le go swa. O rile a utlwa ka ga Jesu, a roma bagolwane ba Bajuta kwa go ene, ba mo rapela gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. Bone, ya re ba fitlha kwa go Jesu, ba mo rapela thata ba re: “Ke motho yo o tshwanetseng fa o ka mo direla jalo; gonne o rata morafe wa rona, e bile ene ka esi o re agetse ntlo ya thuto.” Foo Jesu a ya nabo. Ya re jaana a setse a se kgakala le ntlo, molaodi wa mophato a roma ditsala kwa go ene, tsa ya go mo raya tsa re: “Morena, o se ka wa itapisa, ka gobo ga ke a tshwanela fa o ka tsena kwano tlase ga ditlhomeso tsa me. Ke gone ke ikaileng le gone fa ke sa tshwanela go ya koo go wena; mme bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tlaa fodisiwa. Gonne le nna ke monna yo ke beilweng mo taolong, ke bile ke na le batlhabani ba mo taolong ya me; mme ke reye mongwe ke re: ‘Tsamaya,’ mme a tsamaya; ke reye yo mongwe ke re: ‘Ntlo,’ mme a tle; le motlhanka wa me: ‘Dira se,’ mme a se dire.” Jesu ya re a utlwa dilo tse a mo gakgamalela, mme a retologa a raya batho ba bantsi ba ba mo setseng morago a re: “Ke a lo raya, ga ke ise nke ke bone tumelo e kgolo jaana, nnyaa, le fa e le mo Iseraele.” Ba ba romilweng, ya re ba boela kwa ntlong, ba fitlhela motlhanka (yo o neng a ntse a lwala) a fodile.

Luke 7:12-15

Jaana ya re a atamela kgoro ya motse, bonang, ga bo go rwelwe moswi, a isiwa kwa ntle; ya bo e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene mmaagwe ya bo e le motlholagadi; le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi. Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.” Mme a atamela a ama setsholo; ba ba mo rweleng ba ema. Mme a re: “Lekau, ke a go raya, tsoga.” Yo o neng a sule a rapamologa, mme a simolola go bua. Mme a mo neela mmaagwe.

Luke 7:21-22

Ya re e sa ntse e le nako eo a fodisa batho ba le bantsi malwetse le dipobolo, le mewa e e bosula; le difofu di le dintsi a di naya go bona. Jesu a bua, a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye lo bolelele Johane dilo tse lo di bonyeng, le tse lo di utlwileng, lo re: Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, basusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo.

Luke 8:2

le basadi bangwe ba ba fodisitsweng mewa e e bosula le diemera, le Maria yo o bidiwang Magetalene, yo mewa e supa e duleng mo go ene,

Luke 8:23-25

Ya re ba ntse ba tsamaya, ene a thulamela; mme ga fologela matsubutsubu a phefo mo bodibeng; mme ba tlalelwa ke metsi, ba nna mo poitshegong. Ba tla mo go ene ba mo tsosa ba re: “Morena, Morena, re a nyelela.” Foo a tsoga, a kgalemela phefo le go suma ga metsi; mme ga khutla, ga nna tuulalo fela. Mme a ba raya a re: “Tumelo ya lona e kae?” Mme e re ka ba boifa, ba gakgamala, ba raana ba re: “Ana motho yo o ntse jang, fa e bo ne ne a laola le tsone diphefo jaana le metsi, mme di mo utlwe?”

Luke 8:26-33

Ba fitlha mo lefatsheng la Bagerasa le le lebaganyeng le Galilea. Ya re a tswela mo lefatsheng, a kgatlhana le monna mongwe yo o tswang mo motseng, yo o nang le mowa o o maswe; yo o sa leng a nna fela ka lobaka lo loleele a sa apare sepe, a bile a sa nne mo ntlong epe, fa e se mo diphupung fela. Ya re a bona Jesu, a goa, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, mme ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo wa Mogodimodimo? Ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa.” Gonne o ne a laotse mowa o o maswe gore o tswe mo monneng yoo. Ka gobo o ne o ntse o mo tshwere gantsi; a disiwa a golegilwe ka dikeetane le mehiri; mme a komoganye dikgolego, a kgweelediwe ke mowa o o maswe kwa gare ga naga. Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago e mang?” A re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye mewa e e maswe e le mentsi mo go ene. Mme ya mo rapela gore a se e laolele go ya kwa moleteng o o se nang bolekanyetso. Jaana ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe teng, se fula mo thabeng; ya mo rapela gore a e leseletse go tsena mo go tsone. Mme a e leseletsa. Mme mowa o o maswe wa tswa mo monneng yoo, wa tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo bodibeng, mme sa betwa ke metsi.

Luke 8:43-44

Mosadi mongwe yo o lwetseng botlhoko jwa go tshologa madi ka dinyaga di le 12, a feditse dilo tsotlhe tse o tshelang ka tsone mo dingakeng, mme a retela go fodisiwa ke epe ya tsone, a tla fa morago ga gagwe; a ama makantsa a seaparo sa gagwe; mme fela ka bonako go tshologa ga madi ga khutla mo go ene.

Luke 8:49-55

Ya re a sa ntse a bua, ga tla mongwe, a tswa kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto, a mo raya a re: “Morwadio o sule, se lapise Moruti.” Ya re Jesu a utlwa jalo, a mo fetola a re: “Se boife, dumela fela, mme o tlaa fodisiwa.” Ya re a fitlha kwa ntlong, a se ka a leseletsa ope go tsena nae, fa e se Petere, le Johane le Jakobe, le rra mosetsana, le mmaagwe ba le bosi. Mme botlhe ba bo ba lela, ba mo lelela; mme ene a re: “Se leleng, gonne ga a a swa, o robetse.” Ba mo tshega ka tshotlo, ka ba itse fa a sule. A mo tshwara ka seatla, a bitsa a re: “Mosetsana, tsoga.” Mme mowa wa gagwe wa ba wa boa, mme a tsoga ka bonako; a laola gore a fiwe dijo.

Luke 9:1-2

A phutha ba ba 12, a ba naya thata le taolo go laola mewa e e maswe yotlhe, le go fodisa malwetse. A ba roma gore ba ye go rera bogosi jwa Modimo, le go fodisa ba ba lwalang.

Luke 9:6

Ba tsamaya; ba ralala metsana, ba rera Mafoko a a Molemo, ba ba ba fodisa balwetse mo ntlheng tsotlhe.

Luke 9:11

Ya re batho ba bantsi ba sena go lemoga ba mo latela; a ba tshola a bua nabo ka ga bogosi jwa Modimo, a fodisa ba ba tlhokang phodiso.

Luke 9:38-42

Mme bonang, monna mongwe mo bontsing a goa a re: “Moruti, ke a go rapela, a ko o lebe morwaake; gonne ke ene ngwanake yo o esi. Mme bona, mowa o tlo o mo tseye, mme re tshogane ka a goa, o mo tsibiketse, a phoke masulo, o mo tapete, o mo tlogele ka bothata. Ke rapetse barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle; mme ba reteletswe.” Jesu a fetola a re: “Ao, losika lo lo se nang tumelo, lo lo tlhogo e thata! Ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae ke iphapaanya le lona? Lere morwao kwano.” Ya re a sa ntse a tla kwa go ene, mowa o o maswe wa mo piriganya, wa mo tsibiketsa mo go botlhoko. Jesu a kgalemela mowa o o maswe, a fodisa ngwana, a ba o mo neela rraagwe.

Luke 10:9

lo fodise ba ba lwalang mo go one; lo bo lo ba reye lo re: ‘Bogosi jwa Modimo bo lo atametse.’

Luke 10:19

Bonang, ke lo neile thata ya go gata dinoga le diphepheng, le mo nonofong yotlhe ya mmaba, ga go sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko ka gope.

Luke 10:30-34

Jesu a mo fetola a re: “Monna mongwe o kile a tswa Jerusalema a fologela kwa Jeriko; mme a wela mo dinokwaneng; tsa mo rutla diaparo, tsa mo itaya, tsa tsamaya tsa mo tlogela a le gaufi le go swa. Mme ga tshoganwa ka moperesiti mongwe a tla ka tsela eo; mme ya re a mmona, a mo fapoga a feta ka fa ntlheng nngwe ya tsela. Fela jalo le molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo fapoga a feta ka fa ntlheng e nngwe ya tsela. Mme Mosamaria mongwe ya re a etile, a tla fela fa o leng teng; ya re a mmona a mo tlhomogela pelo, a ya mo go ene a fapa dintho tsa gagwe, a di thela lookwane le bojalwa jwa mofine, a mo pega mo peleseng ya gagwe, a mo isa kwa ntlong ya baeti, a mo tlamela.

Luke 11:14

Ya re motlha mongwe a bo a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula, mme ya bo e le e e dimumu. Ga dirala ya re mowa o o maswe o sena go tswa, motho yo o semumu a bua; mme batho ba gakgamala.

Luke 12:6-7

“Dithaga di le tlhano, a ga di rekwe ka madinyana a le mabedi? Mme go bo go se epe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. Le meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe; ke gone, se boifeng; gonne lo molemo bogolo go dithaga di le dintsi.

Luke 12:22-32

A raya barutwa ba gagwe a re: “Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleng ka ga botshelo jwa lona, gore lo tlaa ja eng; le fa e le ka ga mmele gore lo tlaa apara eng; gonne botshelo bo gaisa dijo, le mmele disparo. Elang mahukubu tlhoko, lo bone fa a sa jale, a sa robe; ga a na letlole le fa e le sebolokelo; mme Modimo o a a jesa; lona lo tlhwatlhwa e kgolo jang go feta dinonyane! Ke ofe wa lona yo o ikoketsang boleele jwa letsogo, le fa e le le lengwe fela ka go tlhobaela? E ka re fa lo sa nonofa go dira se sennyennyane, ana lo tlhobaelelang tse dingwe? Elang dithunya tsa masoma tlhoko, ka fa di golang ka teng; ga di dire, ga di otlhe; le fa go ntse jalo ke a lo raya, le ene Solomone, mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tseo. Fa e bo ne ne Modimo o apesa bojang jo bo mo nageng jalo, jo e a reng gompieno bo eme mo nageng, e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong; bogolo jang a ga o ketla o apesa lona, lona ba lo tumelo e potlana? “Se batleng se lo tlaa se jang, le se lo tlaa se nwang, le gone lo se ka lwa etsaetsega. Gonne dilo tsotlhe tse, di batlwa ke merafe ya lefatshe; mme Rraeno o a itse fa lo tlhoka dilo tse. Bogolo batlang bogosi jwa one, mme dilo tsotlhe tse, lo tlaa di okelediwa. “Letsomanyane, se boifeng, gonne Rraeno o natefelwa ke go lo naya bogosi.

Luke 12:33-34

Rekisang tse lo nang natso, mme lo ntshe maatso; itireleng dipatana tsa madi tse di sa onaleng, lohumo kwa magodimong lo lo sa tlhaeleng, kwa go sa atameleng legodu lepe teng, le fa e le motoutwana go senya teng. Gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsone di tlaa nna teng.

Luke 13:11-13

Bonang, ga bo go le motsadi mongwe yo o sa leng a tsenwa ke mowa wa seemera, ka dinyaga di le 18; mme a bo a hutaganye; a sa ka ke a ikinamolola ka gope. Mme Jesu ya re a mmona, a mmitsa, a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo seemereng sa gago.” Mme a baya diatla tsa gagwe mo go ene, mme a siamisiwa fela ka bonako; mme a galaletsa Modimo.

Luke 13:16

Mosadi yo e le morwadia Aberahame, yo Satane o sa le a mo golega ka dinyaga di le 18, a ga a a tshwanelwa ke go gololwa mo kgoleng e, ka letsatsi la Sabata?”

Luke 13:32

Mme a ba raya a re: “Yang lo reye phokoje eo lo re: Bona, ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle, ke fodisa gompieno le ka moso, mme e tlaa re ka letsatsi la boraro ke be ke dirwa boitekanelo.

Luke 14:2-4

Bonang, ga bo go le monna e fa pele ga gagwe a lwala pudulogo ya metsi. Jesu a bua, a raya ba molao le Bafarisai a re: “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?” Ba didimala fela. Mme a mo tsaya, a mo fodisa, a mo lesa a tsamaya.

Luke 14:13

Mme e re fa o dira modiro, laletsa bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu.

Luke 16:19-31

“Jaana ga bo go le monna mongwe, a humile, a apere bohibidu le leloba le le boleta, a tshela fela ka malatsi otlhe mo letlepung le mo bontlentleng. Ga bo go le mokopi mongwe yo o bidiwang Lasaro, a beilwe fa kgorong ya gagwe a tletse dintho. A eletsa go otlwa ka matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa mohumi; ee, dintša le tsone tsa tla tsa latswa dintho tsa gagwe. “Ga dirala gore mokopi a swa, mme baengele ba mmelegela kwa sehubeng sa ga Aberahame, mohumi le ene a swa, a fitlhwa. O rile a le mo Bobipong, a tsholetsa matlho a gagwe, a le mo ditlhokofatsong tse ditona, mme a bona Aberahame kwa kgakala, le Lasaro a le mo sefubeng sa gagwe. Mme a goa a re: ‘Aberahame, Rra, nkutlwela botlhoko, o rome Lasaro, gore a tle a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme, gonne ke tlhokofadiwa mo gogolo mo kgabong e.’ “Aberahame a re: ‘Morwaaka, gopola jaaka e rile mo botshelong jwa gago o ne o amogetse dilo tse di molemo tsa gago, le jaaka Lasaro le ene a ne a na le dilo tse di bosula; mme jaanong, ene o a gomodiwa, mme wena o tlhokofadiwa mo gogolo. Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’ Mme a re: ‘Rra, ke gone ke go rapelang ka re, a ko o mo rome kwa ntlong ya ga rre; ka ke na le bana ba ga rre ba le batlhano; gore a ye go ba itsise gore e se re kgotsa le bone ba tla felong fano ga tlhokofatso e kgolo.’ “Aberahame a mo raya a re: ‘Ba na le Moše le baperofeti; a ba utlwe bone.’ Mme a re: ‘Nnyaa, Aberahame, Rra; fa mongwe a tswa mo baswing a ya kwa go bone, ba tlaa ikwatlhaya.’ Mme a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gone ga ba ketla ba rapelesega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”

Luke 17:12-15

Ya re a tsena mo motsaneng mongwe, a kgatlhana le banna ba le some, e le balepero, ba emetse kwa kgakala; mme ba tsholetsa mantswe a bone ba re: “Jesu, Morena re utlwele botlhoko!” Ya re a ba bona, a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye go itshupetsa baperesiti.” Ga dirala ya re ba sa tsamaya, ba ntlafala. Mongwe wa bone o rile a ipona fa a fodisitswe a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le legolo.

Luke 17:33

Le fa e le mang yo o tlaa batlang go boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, o tlaa bo boloka.

Luke 18:35-43

Ga dirafala, e rile a setse a atametse Jeriko, monna mongwe wa sefofu a bo a dutse fa tseleng, a kopa. Ya re a utlwa go feta ga bontsi jwa batho, a botsa a re: “Selo se ke eng?” Ba mmolelela ba re: “Jesu wa Nasaretha o a feta.” Mme a goa a re: “Jesu Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!” Ba ba eteletseng pele ba mo kgalemela ba re a didimale, mme a nna a goa segolo bogolo a re: “Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!” Jesu a ema, a laola gore a tlisiwe fa go ene; ya re a sena go mo atamela, a mmotsa a re: “O rata ka go direlang?” Mme a re: “Morena, a ke foufologe.” Jesu a mo raya a re: “Foufologa; tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme a foufologa fela ka bonako, mme a mo sala morago, a galaletsa Modimo; batho botlhe ba re ba bona jalo ba baka Modimo.

Luke 19:10

Gonne Morwa Motho o tsile go batla le go boloka se se neng se latlhegile.”

Luke 20:36

le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa, ka ba tshwana le baengele; mme ke bana ba Modimo, ka e le bana ba go tsoga ga baswi.

Luke 21:12-18

E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me. Mo go tlaa lo dirafalela gore lo itshupe. Ke gone lo itlhomamise mo dipelong tsa lona fa lo se ketla lo akanya pele ka fa lo tlaa fetolang ka teng. Gonne ke tlaa lo naya molomo, le botlhale jo baba botlhe ba lona ba se ketlang ba nonofa go bo ganetsa, le fa e le go emalana najo. Lo tlaa okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borraalona, le ba losika lwa lona, le ditsala, mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa ka bone. Lo tlaa tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me. Le fa e le moriri mongwe fela wa ditlhogo tsa lona ga o ketla o nyelela.

Luke 22:28

“Mme lona, ke lona ba ke ntseng ke na le lona mo ditekong tsa me;

Luke 22:31-33

“Simone, Simone, bona, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a tle a lo fefere jaaka mabele; mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e se tlhaele; le wena o re o sena go sokologa, o tle o thatafatse bakaulengwe ba gago.” Mme a mo raya a re: “Morena, fa ke na nao ke iketleeditse go ya ntlong ya kgolegelo, le mo losong.”

Luke 22:44

Mme ka a le mo tlalelong e e mahehe, a rapela ka tlhoafalo e kgolo; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a magolo a madi, a rothela fa fatshe.

Luke 23:33-34

E rile ba sena go fitlha felong fa go bidiwang Logata, ba mmapolela teng, le basenyi, mongwe ka fa letsogong le le siameng, yo mongwe ka fa go la molema. Mme Jesu a re: “Rra, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe, ba di laola ka bola.

Luke 23:43

Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri, ke a go raya, o tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.”

Luke 23:46

E rile Jesu a sena go goa ka lentswe le legolo a re: “Rra, ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago;” mme a re a sena go bua jalo a neela mowa.

John 3:16

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.

John 4:46-53

Mme a tloga a ya gape kwa Kana wa Galilea, kwa o fetotseng metsi bojalwa jwa mofine teng. Ga bo go le motho mongwe wa kgosana, yo morwawe o lwalang kwa Kaperenaume. Ya re a utlwa fa Jesu a dule kwa Jutea a tsile mo Galilea, a ya kwa go ene, a mo rapela gore a fologe, a ye go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa. Foo Jesu a mo raya a re: “Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo ketla lo dumela gope.” Motho wa kgosana a mo raya a re: “Morena, a ko o fologe ngwanake a ise a swe.” Jesu a mo raya a re: “Tsamaya fela, morwao o tshedile.” Monna yo a dumela lefoko le Jesu o le buileng nae, mme a tsamaya. Ya re a sa ntse a fologa, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba bolela fa morwawe a tshedile. Jalo a ba botsa nako e o simolotseng go fola ka yone. Mme ba mo raya ba re: “E rile maabane ka nako ya bongwe ka tshokologo letshoroma la mo tlogela.” Jalo rraagwe a itse fa e ne e le ka nako e Jesu o mo reileng ka yone a re: “Morwao o tshedile;” mme go le ene le ba ntlo ya gagwe, ba dumela botlhe fela.

John 5:3-9

Mo diobong tse ga bo go le bontsi jwa balwetse, difofu, le batlhotsi le ba ba omeletseng, ba lebeletse kgobero ya metsi. (Gonne moengele o ne a tle a fologele mo lekadibeng motlha mongwe, mme a kgobere metsi; ke gone yo e leng wa ntlha go tsena, metsi a sena go kgoberwa, a fole, le fa e ka ne e le pobolo efe e e mo tshwereng.) Mme ga bo go le monna mongwe teng yo o tshwerweng ke seemera ka dinyaga di le 38. E rile Jesu a mmona a namaletse fa fatshe, a itse fa a sa bolo go nna mo popegong e e ntseng jalo, a mo raya a re: “A o rata go fola?” Molwetse a mo fetola a re: “Morena, ga ke na motho ope yo e a reng metsi a kgoberwa a ntsenye mo lekadibeng; e a tle e re ke sa ntse ke tla mongwe a fologele pele ga me.” Jesu a mo raya a re: “Namologa, o tseye bolao jwa gago, o tsamaye.” Monna yo a fola fela ka bonako, a tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya. Jaana letsatsi leo ya bo e le la Sabata.

John 5:14

Ya re morago ga moo, Jesu a mo fitlhela mo tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodisitswe; o se ka wa tlhola o leofa, e se re kgotsa se se bosula bogolo sa go wela.”

John 6:2

Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse o di dirileng mo go ba ba lwalang.

John 6:35-37

Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang mo go nna, ga a ketla a bolawa ke tlala, le yo o dumelang mo go nna, ga a ketla a nyorwa gope. Ke lo reile ka re, lo mponye, le fa go ntse jalo ga lo dumele. Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tlaa tla mo go nna; mme yo o tlang mo go nna, ga nketla ke mo kgoromeletsa ntle gope.

John 8:12

Jesu a ba a bua nabo a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.”

John 9:1-7

Ya re a feta, a bona motho yo o sa leng a tsalwa a foufetse. Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Rabi, go ne go leofile mang, a monna yo, kgotsa batsadi ba gagwe, fa e bo ne ne a tsetswe a foufetse?” Jesu a ba fetola, a re: “Go ne go sa leofa monna yo, le fa e le batsadi ba gagwe; e ne e le gore ditiro tsa Modimo di tle di bonadiwe mo go ene. Re na le go dira ditiro tsa yo o nthomileng go sa ntse go le motshegare; bosigo bo etla, jo go se nang ope yo o ka dirang mo go jone. E re fa ke sa ntse ke le mo lefatsheng, ke be ke le lesedi la lefatshe.” Ya re a sena go bua jalo, a kgwela mathe fa fatshe, a duba seretse ka mathe, mme a mo tshasa seretse mo matlhong, a mo raya a re: “Ya o tlhape mo lekadibeng la Siloame,” - ke go re, Romilwe, fa go phuthololwa. Mme a tloga a tsamaya, a ya a tlhapa, mme a tla a bona.

John 9:32

E sa le ka tlholego ya lefatshe ga go ise go ke go utlwiwe fa mongwe a kile a foufolola matlho a motho yo o tsetsweng a foufetse.

John 10:10-11

Legodu ga le tle, fa e se gore le utswe, le go bolaya, le go senya; nna ke tsile gore di bone botshelo, mme di bo bone ka letlolo. “Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku botshelo jwa gagwe.

John 10:28-29

ke di naya botshelo jo bo sa khutleng; ga di ketla di nyelela gope, e bile ga go ope yo o tlaa di phamolang mo seatleng sa me. Rre yo o di nneileng, o mogolo go botlhe; ga go ope yo o nonofileng go di phamola mo seatleng sa ga Rara.

John 11:25-26

Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela; le fa e le mang yo o tshelang, a ba a dumela mo go nna, ga a ketla a swa gope. A mo o a go dumela?”

John 11:32-36

Foo Maria a re a fitlha fa Jesu o leng teng, a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo raya a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fa, kgaitsadiake o ko a se ka a swa.” Ya re Jesu a mmona a lela, le Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a gogomoga mo moweng, a fuduega, a re: “Lo mmeile kae?” Ba mo raya ba re: “Morena, tla o bone.” Jesu a lela. Foo Bajuta ba re: “Bonang jaaka a ne a mo rata!”

John 11:39-44

Jesu a re: “Tlosang letlapa.” Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya a re: “Morena, gompieno o setse a nkga, gonne o tlhotse malatsi a le mane a sule.” Jesu a mo raya a re: “A ga ke a go raya ka re, fa o ne o dumela, o tlaa bona kgalalelo ya Modimo?” Jalo ba tlosa letlapa. Mme Jesu a lelala a re: “Rara, ke a go leboga ka o nkutlwile. Ke ne ke itse fa o nkutlwa gale; mme ka bo ke buisiwa ke bontsi jwa batho jo bo emeng fa ba ntikanyeditse, ka re ba tle ba dumele fa o nthomile.” Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le le godileng a re: “Lasaro, tswa!” Yo o neng a sule a tswa, a sa fapilwe mabogo le maoto ka matsela a phitlho; sefatlhogo sa gagwe le sone se fapilwe ka letsela, Jesu a ba raya a re: “Mo fapololeng lo mo lese a tsamaye.”

John 14:1-2

“A dipelo tsa lona di se huduege; lo dumela mo Modimong, dumelang le mo go nna. Mo ntlong ya ga Rre, go na le manno a le mantsi; fa go ne go sa nna jalo, nka bo ke le boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa bonno.

John 14:13-14

Mme se lo tlaa se lopang, le fa e ka nna eng, ka leina la me, sone ke tlaa se dira, gore Rara a galalediwe mo go Morwawe. Fa lo ntopa sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira.

John 14:27

“Kagiso ke e tlogela le lona; kagiso ya me ke a e lo naya; ga ke lo neye jaaka lefatshe le tle le neye batho. A dipelo tsa lona di se fuduege, le gone a di se boife.

John 15:7-8

Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa. Rre o galalediwa ke mo, ke go re, fa lo ungwa segolo; jalo lo tlaa nna barutwa ba me.

John 15:11

“Dilo tse ke di buile le lona, gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo dirafale.

John 16:22-24

Ke gone le lona lo na le bohutsana gompieno; mme ke tlaa ba ke lo bona, dipelo tsa lona di tlaa itumela, mme ga go ope yo o tlaa lo tlosetsang boitumelo jwa lona. “Mo letsatsing leo ga lo ketla lo mpotsa sepe. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo lopa Rara sengwe, o tlaa se lo naya ka leina la me. Ga lo ise lo ko lo lope sepe ka leina la me le gompieno; lopang, mme lo tlaa amogela, gore boitumelo jwa lona bo dirafale.

John 16:33

Dilo tse ke di buile le lona, gore lo nne le kagiso mo go nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano; mme nametsegang; ke fentse lefatshe.”

John 19:1

Foo Pilato a tsaya Jesu, a mo seola.

John 19:16-18

Foo a mo ba neela gore a bapolwe. Foo ba tsaya Jesu, mme a tswela kwa ntle, a itshikaretse mokgoro, a ya felong fa go bidiwang, “Felo ga logata”, ka Sehebere, ga twe: Golegotha. Ba mmapolela teng le ba bangwe ba le babedi nae, mongwe a le ka fa ntlheng nngwe, yo mongwe a le ka fa ntlheng e nngwe ya gagwe, Jesu a le fa gare.

John 19:30

Ya re Jesu a sena go amogela botšarara, a re: “Go weditswe!” mme a oba tlhogo, a neela mowa.

John 19:37

Gape lokwalo lo longwe lwa re: “Ba tlaa leba ene yo ba mo tlhabileng.”

Acts 2:21

Go tlaa dirala gore le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’

Acts 2:26-28

Ke gone pelo ya me e ne ya itumela, le loleme lwa me lwa ipela; le gone nama ya me le yone e tlaa nna mo tsholofelong. Gonne ga o ketla o tlogela mowa wa me mo Bobipong le gone ga o ketla o neela Moitshepi wa gago a bona go bola. O nkitsisitse ditsela tsa botshelo; o tlaa ntlatsa boitumelo ka sefatlhogo sa gago.’

Acts 3:6-9

Mme Petoro a re: “Selefera le gouta ga ke na natso; mme se ke nang naso sone ke a se go naya. Ka re: Mo ineng la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, tsamaya ka dinao.” A mo tshwara ka seatla se segolo a mo emisa; ka bonako dinao tsa gagwe le magwejana a gagwe tsa thatafala. A tsapoga a ema, a simolola go tsamaya; mme a tsena nabo mo tempeleng a tsamaya, a tlolaka, a baka Modimo. Batho botlhe ba mmona a tsamaya ka dinao, a baka Modimo.

Acts 5:15-16

Ba ba ba tla ba ntshetsa balwetse mo mebileng, ba ba baya mo malaong le mo masekamelong, e tle e re Petere a feta, le fa e ka bo e le moriti wa gagwe, o tshutifalele mongwe wa bone. Le gone ga phuthega bontsi jo bo tswang mo metseng e e mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetsi le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe; mme ba fodisiwa botlhe.

Acts 5:17-20

Moperesiti yo mogolo a ema le botlhe ba o nang nabo, ba e leng lekoko la Basadukai, mme ba tlala lefufa, ba tsenya baaposetole diatla, ba ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo ya motse. Mme moengele mongwe wa Morena a bula ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Tsamayang, lo ye go ema lo bue le batho mo tempeleng mafoko otlhe a Botshelo jo.”

Acts 5:41

Foo ba tswa fa pele ga lekgotla, ba itumela ka ba kailwe tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya Leina.

Acts 8:3-4

Saule a nna a senya phuthego, a tsena mo matlong otlhe, a swatola banna le basadi, a ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo. Ya re ka mo ba ba faletseng ba tsamayatsamaya, ba eta ba rera lefoko.

Acts 8:6-8

Mme matshutitshuti a batho a ela dilo tse di bolelwang ke Filipo tlhoko ka bongwe fela jwa pelo, ba sena go utlwa le go bona ditshupo tse o di dirang. Gonne mewa e e maswe ya tswa mo bathong ba le bantsi ba ba nang nayo, e goa ka mantswe a magolo; le ba bantsi ba ba teteselang le ba ba golafetseng, ba fodisiwa. Ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo.

Acts 10:38

ke raya Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, yo o ne a nna a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba patikwang ke diabolo; gonne Modimo o ne a na nae.

Acts 12:4-10

Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo laolela ditlhophana di le nne tsa batlhabani, tse di batho ba le bane gore ba mo dise; a ikaeletse gore e tlaa re Tlolaganyo e sena go feta a mo ntshetse mo bathong. Petere a tswalelwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme a direlwa thapelo ke phuthego ka tlhaofalo fa pele ga Modimo. E rile fa Herote a tlaa tloga a mo ntsha, Petere a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi sigong joo, a golegilwe ka diketane di le pedi, balebedi le bone ba le fa mojakong, ba disitse ntlo ya kgolegelo. Mme bonang, moengele wa Morena a ema fa go ene, le lesedi la phatsima mo ntlong ya kgolegelo; a batola Petere fa lotlhakoreng, a mo tsosa, a re: “Tsoga ka bonako.” Diketane tsa wa mo mabogong a gagwe. Moengele a mo raya a re: “Itlame, o rwale ditlhako.” Mme a dira jalo. A mo raya a re: “Apara kobo ya gago o ntshale morago.” A tswela kwa ntle, a mo sala morago; mme a bo a sa itse fa e le ammaaruri mo go dirilweng ke moengele, a itlhoma a bona ponatshegelo fela. Ya re ba sena go feta ba tebelo ya ntlha le ya bobedi, ba fitlha fa setswalong sa tshipi sa mojako o o tswelang mo motseng; mme sa ba ipulela fela ka sosi; ba tswela kwa ntle, ba feta ka mmila o mongwe, mme moengele a itse go kgaogana nae.

Acts 14:22

Ba nitimisa mewa ya barutwa, ba ba laya, gore ba nnele ruri mo tumelong, ba re: “Re na le go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”

Acts 16:22-23

Bontsi jwa batho jwa ba kgwelogela mmogo; mme baatlhodi ba ba rutla dikobo, ba laola gore ba itewe ka dithupa. Ya re ba sena go ba baya dithupa di le dintsi, ba ba latlhela mo ntlong ya kgolegelo, ba laya modisa wa ntlo gore a ba tshware thata.

Acts 16:24-30

Mme ene o rile a sena go laiwa jalo, a ba latlhela mo kgolegelong e e kwa teng, mme a somela dinao tsa bone mo disaneng. Mme ya re bosigogare, Paulo le Silase ba bo ba rapela, ba opelela Modimo difela, mme bagolegwi ba bangwe ba ntse ba reeditse; ba tshogana ka go nna thoromo e kgolo ya lefatshe, metheo ya ntlo ya kgolegelo ya ba ya tla ya reketla, le mejako yotlhe ya bulega ka bonako, le dikgole tsa botlhe tsa hunologa. Modisa wa ntlo ya kgolegelo, ya re a tsosiwa mo borokong a fitlhela mejako ya ntlo ya kgolegelo e bulegile, a somola tšhaka, a re o a ipolaya, a itlhoma bagolegwi ba thobile. Mme Paulo a goa ka lentswe le legolo a re: “Se ipolaye; gonne re fano rotlhe!” Foo modisa wa ntlo ya kgolegelo a re dipone di tle, mme a tlolela mo teng, a wela fa pele ga Paulo le Silase, a roroma ka poifo, a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Barena, ke tlaa dirang gore ke bolokwe?”

Acts 19:11-12

Mme Modimo wa dira dikgakgamatso dingwe tse di feteletseng, ka diatla tsa ga Paulo, ga tsamaya ga isediwa balwetsi matsela, le fa e le dikhiba tse di amileng mmele wa gagwe, mme malwetsi a ba tlogela, le mewa e e maswe ya tswa.

Acts 20:19

Ke direla Morena ka boikokobetso jotlhe jwa pelo, le ka dikeledi, le ka diteko tse di nkwetseng ka ditogamaano tsa Bajuta;

Acts 20:22-24

Jaana bonang, ke etela kwa Jerusalema, ke pitlaganye mo moweng, ke sa itse dilo tse di tlaa nkwelang teng; fa e se gore, Mowa o o Boitshepo o nkaela mo motseng mongwe le mongwe gore dikgole le dipitlagano di ntuletse. Mme botshelo jwa me ga ke bo kaye sepe, gore e kete ke bo rata thata, e le gore ke tle ke wetse sebaka sa me sa tshiamelo, le tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu, ya go supa Mafoko a a Molemo a tshegofatsho ya Modimo.

Acts 20:35

Ka lo beela sekao mo dilong tsotlhe, sa ka fa lo tshwanetseng go thusa ba ba bokoa ka teng, ka go dira mo go ntseng jalo, le go gakologelwa mafoko a Morena Jesu, ka fa ene ka esi o buileng ka teng a re: ‘Ga aba go lesego bogolo go go amogela.’ ”

Acts 21:13-14

Foo Paulo a ba fetola a re: “Lo dirang, ka lo lela lo mphatlola pelo? Gonne ke iketleditse, e seng go golegwa go le gosi, mme le gone go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema.” Ya re a gana go rapelesega, ra khutla, ra re: “A go rata ga Morena go dirafale.”

Acts 28:8-9

Mme ya bo rraagwe Pubelio a lwala botlhoko jwa letshoroma le motabogo wa madi; Paulo a tsena kwa go ene, a rapela; mme o rile a sena go mmaya diatla a mo fodisa. Ya re go sena go dirwa jalo, ba bangwe ba ba nang le malwetse mo setlhakeng ba tla, mme ba fodisiwa.

Romans 5:3-5

E seng gone gosi, mme a re itumeleng le mo dipitlaganong tsa rona; ka re itse fa pitlagano e tle e tsose pelotelele; mme pelotelele e tsose boiteko; mme boiteko bo tsose tsholofelo; mme tsholofelo ga e tlhabise ditlhong; gonne lorato lwa Modimo lo thelegetse mo pelong tsa rona ka Mowa o o Boitshepo o re o neilweng.

Romans 5:8-11

Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. Fa e le foo, bogolo thata re tlaa gololwa mo bogaleng jwa Modimo ka ene, ka jaana re siamisitswe ka madi a gagwe. Gonne fa e rile re sa ntse re le baba ra letlanngwa le Modimo ka loso lwa Morwa wa one, bogolo thata re tlaa bolokwa ka botshelo jwa gagwe, ka re setse re letlantswe; ga se gone gotlhe; le gone re itumela mo Modimong ka Morena wa rona Jesu Keresete, yo gompieno re setseng re bonye tetlanyo ka ene.

Romans 5:12

Ke gone, jaaka boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile;

Romans 6:3-7

Kgotsa a ga lo itse fa rona ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe? Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo. Gonne fa re patagantswe nae ka tshwano ya loso lwa gagwe, re tlaa nna jalo le ka tshwano ya go tsoga ga gagwe; ka re itse mo, gore botho jwa rona jwa bogologolo bo bapotswe nae, gore mmele wa boleo o nyelediwe, le gore re se ka ra tlhola re le mo kgolegong ya boleo; gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo.

Romans 6:8-13

Fa re kile ra swa le Keresete, re a dumela fa le gone re tlaa tshela nae; ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene. Gonne loso lo o lo suleng, a lo swela ruri gangwe fela ka ga boleo; mme botshelo jo o bo tshedileng, o bo tshelela Modimo. Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu. Ke gone, a boleo bo se laole mo mmeleng wa lona o o nang le go swa, go ba lo tla lwa utlwa dithato tsa lone; le gone lo se ka lwa neela boleo ditokololo tsa lona go nna dilo tse di dirang tshiamololo; mme lo ineele mo Modimong, lo le batshedi ba lo duleng mo baswing, le ditokololo tsa lona, gore e nne dilo tse di dirang tshiamo mo Modimong.

Romans 6:21-22

E ne ya re ka lobaka loo lwa nna le loungo mo dilong tse gompieno lo tlhajwang ke ditlhong ka ga tsone, gonne bokhutlo jwa dilo tseo ke loso. Jaana ka lo golotswe mo boleong, mme lo dule batlhanka ba Modimo, loungo lwa lona lo isa boitshepisong, mme bokhutlo ke botshelo jo bo sa khutleng.

Romans 6:23

Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

Romans 7:24

A motho wa mogolo nna! E mang yo o tlaa nkgololang mo mmeleng wa loso lo?

Romans 8:1-8

Ke gone jaanong go se nang tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu. Gonne molao wa Mowa wa botshelo mo go Keresete Jesu, o nkgolotse mo molaong wa boleo le wa loso. Gonne se molao o ne o retelelwa ke go se dira, ka gobo o le bokoa ka fa nameng, Modimo wa sekisa boleo mo nameng ka go roma Morwa wa one a le mo tshwanong ya nama e e leofang, a bile a le setlhabelelo sa boleo; gore se molao o se lopang se tle se dirafale mo go rona, ba re sa tsamayeng ka fa nameng, mme e le ka fa Moweng. Gonne ba ba leng ka fa nameng ba tlhokometse dilo tsa nama; mme ba ba ka fa Moweng ba tlhokometse dilo tsa Mowa. Gonne maikutlo a nama ke loso, mme maikutlo a Mowa ke botshelo le kagiso; ka maikutlo a nama e le go nna bobaba le Modimo; gonne ga a laolwe ke molao wa Modimo, le gone go bo go sa ka ke ga nna jalo. Ba ba mo nameng ga ba ka ke ba kgatlha Modimo.

Romans 8:9-11

Lona, ga lo mo nameng, mme lo mo Moweng; ke raya fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona. Fa motho le fa e le mang a se na Mowa wa ga Keresete, ene ga se wa gagwe ka gope. Mme fa Keresete a le mo go lona, mmele o sule ka ntlha ya boleo; mme mowa o tshedile ka ntlha ya tshiamo. Fa Mowa wa one o o tsositseng Jesu mo baswing, o agile mo go lona, one o o tsositseng Keresete Jesu mo baswing, o tlaa rudisa le yone mebele ya lona e e nang le go swa, ka Mowa wa one o o agileng mo go lona.

Romans 8:12-17

Jalo bakaulengwe, re golegilwe, e seng ke nama, e se gore re tshele ka fa nameng; gonne fa lo tshela ka fa nameng, lo na le go swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka Mowa, lo tlaa tshela. Gonne botlhe ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo, ke bana ba Modimo. Gonne ga lo a amogela Mowa wa botlhanka go tla lo boifa gape; mme lo amogetse mowa wa bongwana, o re bitsang ka one re re: “Aba,” ke go re: “Rara.” Mowa ka osi o supa le mowa wa rona fa re le bana ba Modimo. Mme fa re le bana, foo re baruaboswa; re baruaboswa ba Modimo, re baruaboswa mmogo le Keresete; ke raya fa re bogisiwa nae, gore le gone re tle re galalediwe nae.

Romans 8:18-25

Gonne ke kaya fa dipogiso tsa motlha ono di sa tshwanela go tshwantshiwa le kgalalelo e re tlaa e senolelwang. Gonne tlhologelelo ya lobopo e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo. Gonne lobopo lo ne lo beilwe mo taolong ya boithamako, e seng ka go rata ga lona, mme e le ka ntlha ya one o o lo beileng mo taolong, ka tsholofelo ya go re, lobopo le lone lo tlaa gololwa mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo. Re a itse fa lobopo lotlhe lo ntse lo fegelwa, le gompieno, lo mo botlhokong jo e keteng jwa pelego. Mme ga se gone gotlhe; le rona ba re nang le mabutswapele a Mowa, le rona re a fegelwa mo go rona, ka re lebeletse bongwana jwa rona, e bong kgololo ya mebele ya rona. Gonne re bolokilwe ke tsholefelo; mme tsholofelo e e bonyweng ga se tsholofelo; gonne e mang yo o ka solofelang se o setseng a se bonye? Mme fa re solofela se re sa se boneng, foo re se lebelela ka bopelotelele.

Romans 8:26-27

Mowa le one o thusa thetelelo ya rona ka mokgwa o o ntseng jalo; gonne ga re itse go rapela jaaka re tshwanetse; mme Mowa ka osi o re rapelela ka diphegelo tse di sa ka keng tsa buiwa; le ene yo o hukutsang dipelo o itse o e leng mogopolo wa Mowa, ka o rapelela baitshepi ka fa go rateng ga Modimo.

Romans 8:28-30

Re a itse fa dilo tsotlhe di dirisanya mmogo, go direla ba ba ratang Modimo molemo, e bong bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa one. Gonne ba o ba itsileng gale, o bile o ba laoletse gale gore ba bopege mo tshwanong ya Morwa wa one, gore a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi; ba o ba laotseng gale, o bile o ba biditse; le ba o ba biditseng, o bile o ba siamisitse; mme ba o ba siamisitseng, o bile o ba galaleditse.

Romans 8:31-34

Jalo dilo tse re tlaa di reng? Fa Modimo o le ntlheng ya rona, yo o ka nna kgatlhanong le rona e be e le mang? One o o se kang wa rekegela yo e leng Morwa wa one, wa mo neelela rona rotlhe losong, ana o tlaa tlhoka jang go re naya fela dilo tsotlhe nae? Ba Modimo o ba itshenketseng, ke mang yo o tlaa ba bayang molato? Modimo ke one o o siamisang; ke mang yo o tlaa sekisang? Keresete Jesu ke ene yo o ne a swa, ee, bogolo ke ene yo o tsositsweng mo baswing, yo o ka fa letsogong le legolo la Modimo, yo o bileng a re rapelelang.

Romans 8:35-36

Mang yo o tlaa re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke pitlagano, kgotsa tlalelo e e mahehe, kgotsa pogiso, kgotsa tlala, kgotsa bosaikategang, kgotsa poitshego, kgotsa tšhaka? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Re tlhola re bolawa ka ntlha ya gago; re kaiwa dinku tse di tlhajwang fela.”

Romans 8:37-39

Nnyaa, mo dilong tsotlhe tse re gaisa bafenyi ka ene yo o re ratileng. Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

Romans 9:1-3

Ke bua boammaaruri mo go Keresete, ga ke ake, le segakolodi sa me se supa jaaka nna mo Moweng o o Boitshepo. Ka re, ke na le bohutsana jo bogolo, le botlhoko jo bo sa kokobeleng mo pelong ya me. Gonne ke ne ke ka eletsa gore nna ka nosi ke bo ke lomolotswe le Keresete, ka ntlha ya ba ga etsho, ba e leng ba losika lwa me ka fa nameng;

Romans 9:33

fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Bonang, ke baya mo Sione lentswe la kgopo, le lefika la kgopiso; mme yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.”

Romans 10:11-13

Gonne lokwalo lwa re: “Le fa e le mang yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.” Gonne ga go na pharologano ya Mojuta le Mogerika; ka gobo yo e leng Morena, ke Morena wa botlhe, o bile o humetse botlhe ba ba mmitsang. Gonne ga twe: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.”

Romans 12:1

Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng.

Romans 12:12-15

Lo itumele mo tsholofelong; lo nne pelotelele mo pitlaganong; lo nnele ruri mo thapelong; lo abele go tlhoka ga baitshepi; lo tlwaele go tshola baeng. Segofatsang ba ba lo bogisang; segofatsang, lo se ka lwa hutsa. Itumeleng le ba ba itumelang; lo lele le ba ba lelang.

Romans 14:8-9

Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena; mme le fa re swa, re swela Morena; ke gone, le fa re tshela, kgotsa re swa, re ntse re le ba Morena fela. Gonne Kereste o swetse gone moo, a ba a tloga a tshela, gore a tle a nne Morena wa baswi le wa batshedi.

Romans 15:13

Jaana a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo le kagiso mo go dumeleng, gore lo totafalele mo tsholofelong, ka thata ya Mowa o o Boitshepo.

1 Corinthians 9:22

Mo go ba ba bokoa ka nna bokoa, gore ke tle ke gape ba ba bokoa. Ke ntse ka nna dilo tsotlhe mo bathong botlhe, e tle e re kgotsa ke boloke bangwe ka mokgwa mongwe.

1 Corinthians 11:32

Mme e a re fa re sekisiwa, re otlhaiwa ke Morena, gore re se ka ra sekisiwa le lefatshe.

1 Corinthians 12:25-26

gore go se nne kgaogano mo mmeleng; mme e le gore ditokololo di tle di tshwane mo go tlameleng. Kgotsa fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo tsotlhe di utlwa botlhoko nayo; kgotsa fa tokololo nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo.

1 Corinthians 14:33

Gonne Modimo ga se Modimo wa tlhakatlhakano, fa e se wa kagiso fela, jaaka go ntse mo diphuthegong tsotlhe tsa baitshepi.

1 Corinthians 15:22

Gonne jaaka botlhe ba swa ka Atame, go ntse jalo, botlhe ba tlaa tshedisiwa ka Keresete.

1 Corinthians 15:26

Mmaba wa bofelo yo o tlaa nyelediwang ke loso.

1 Corinthians 15:53-55

Gonne mo go bolang mo, go na le go apara bosaboleng, le mo go swang mo, go na le go apara bosasweng. E tlaa re mo go bolang mo go sena go apara bosaboleng, le mo go swang mo go sena go apara bosasweng, foo go tlaa dirafala lefoko le le kwadilweng ga twe: “Loso lo meditswe ke phenyo.” “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobelela lwa gago lo kae?”

2 Corinthians 1:3-7

A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe; o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re tle re nonofele go gomotsa ba ba mo pitlaganong nngwe le nngwe, ka kgomotso e rona ka rosi re gomodiwang ka yone ke Modimo. Gonne jaaka dipogiso tsa ga Keresete di re totetse, kgomotso ya rona le yone e tota fela jalo ka Keresete. Le fa rona re le mo pitlaganong, e be e le gore lona lo bone kgomotso le poloko; kgotsa le fa re gomodiwa, e be e le gore lo bone kgomotso, e e dirwang mo go lona mo go itshokeleng dipogiso tse le rona re di bogang. Tsholofelo ya rona ka ga lona e nitame; ka re itse gore, jaaka lo tlhakanetse le rona dipogiso, lo ntse jalo le mo kgomotsong.

2 Corinthians 1:8-10

Gonne bagaetsho, ga re rate lwa tlhoka go itse ka ga pitlagano ya rona e e re wetseng mo lefatsheng la Asia, ka fa re ne ra gatelelwa thata ka teng, go fetisa nonofo ya rona, ra ba ra tlhoboga le e leng jone botshelo. Ee, rona ka rosi re ne re itshwaneditse loso mo teng ga rona, gore re se ka ra iikanya ka rosi, mme re ikanye Modimo o o tsosang baswi, o o re golotseng mo losong lo lo kalo, o o tlaa bang o golola; o re o ikantseng gore o tlaa nna o re golola fela.

2 Corinthians 4:7-12

Mme khumo e, re e tshotse ka dijana tsa letsopa, gore bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo e nne jo bo tswang mo Modimong, e seng mo go rona. Re a pitlelelwa ka ntlha tsotlhe, le fa go ntse jalo ga re a pitlagana; re a akabadiwa, le fa go ntse jalo e be e se mo go re tlhobosang. Re a khukhelwa, le fa go ntse jalo ga re a latlhwa; re thubanyediwa fa fatshe, le fa go ntse jalo ga re a senyega; re ntse re tsamaya re rwele go swa ga Jesu mo mmeleng ka gale, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo mmeleng wa rona. Gonne rona ba re tshelang re a bo re ntse re neelwa loso ka ntlha ya ga Jesu, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo nameng ya rona e e swang. Jalo loso lo dira mo go rona, mme botshelo mo go lona.

2 Corinthians 4:16-18

Ke gone ga re ngodiege. Le fa motho wa rona wa ka fa ntle a onala, le fa go ntse jalo motho wa rona wa ka fa teng o a ba a ntse a šafadiwa ka letsatsi le letsatsi; gonne pitlagano ya rona e e motlhofo, e e emeng ka lobakanyana lwa gompieno fela, e re direla segolo se segolo se se feteletseng, sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo; ka re sa lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng; gonne dilo tse di bonalang ke tsa lobaka lono fela; mme dilo tse di sa bonaleng ke tsa bosaengkae.

2 Corinthians 5:1-2

Gonne re a itse gore, fa ntlo ya rona ya selefatshe ya motlaagana e rutlologa, re na le kago e e tswang Modimong, ntlo e e sa agwang ka diatla, e le ya bosaengkae, kwa magodimong. Gonne ruri mo go e, re a fegelwa, re tlhologelelwa go apesiwa boago jwa rona jo bo tswang legodimong;

2 Corinthians 5:6-8

Ke gone, e re ka re ntse re le nametsego gale, re itse gore, fa re sa ntse re le mo gae mo mmeleng, re bo re seyo kwa Moreneng, gonne re sepela ka tumelo, e seng ka pono. Ka re, re a nametsega, mme re rata bogolo ra bo re se mo mmeleng, mme re le kwa gae le Morena.

2 Corinthians 5:14-16

Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re patelela; ka re sekaseka jaana, ra re, mongwe o swetse botlhe, ke gone botlhe ba ne ba sule. Mme a swela botlhe, gore ba ba tshelang ba se tlhole ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o suleng a ba a tsoga ka ntlha ya bone. Ke gone, ga re tlhole re itse motho ope ka fa nameng; mme le fa re kile ra itse Keresete ka fa nameng, jaanong ga re tlhole re mo itse jalo.

2 Corinthians 5:17

Ke gone, fa motho a le mo go Keresete, o a ba a le sebopiwa se seša; dilo tsa bogologolo di fetile; bonang, di ntse dintšha.

2 Corinthians 6:4-6

Mo dilong tsotlhe re iponatse molemo, jaaka badiredi ba Modimo, e bong mo peloteleleng, le mo dipogisong, le mo botlhokweng, le mo dipitlaganong, le mo dithupeng, le mo dikgolegong, le mo diphuduegong, le mo dikgokgolelong, le mo ditisong, le mo go ikitseng go ja; mo boitshekong le mo kitsong, le mo go itshokeng, le mo bopelonoming, le mo Moweng o o Boitshepo, le mo loratong lo lo sa itimokanyeng;

2 Corinthians 6:9-10

jaaka ba ba sa itsiweng, le mororo re itsiwe sentle; jaaka ba ba swang, bonang, re a tshela; jaaka ba ba otlhaiwang re sa bolawe; jaaka ba ba hutsafalang, le mororo re itumela ka metlha yotlhe; jaaka bahumanegi, le mororo re humisa batho ba le bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, le mororo re ruile dilo tsotlhe.

2 Corinthians 7:3-4

Ga ke bue jalo go lo sekisa, gonne ke buile gale, ka re, lo mo pelong tsa rona go swa mmogo le go tshela mmogo. Ke bua ka tshosologo e kgolo mo go lona, ke ipelafatsa ka thata ka lona; ke tletse kgomotso, ke penologa boitumelo mo pitlaganong yotlhe ya rona.

2 Corinthians 7:5-6

Gonne e rile re tsile mo Maketonia, nama ya rona ya se ka ya bona boiketlo, re pitlaganngwa ka ntlha tsotlhe; kwa ntle ga bo go le ditlhabano, mo teng ga bo go le dipoifo. Le fa go ntse jalo, yo o gomotsang baikokobetsi, e bong Modimo, wa re gomotsa ka go tla ga Tito;

2 Corinthians 7:10-11

Gonne bohutsana jo bo tshwanetseng poifomodimo bo tsosa boikwatlhao jo bo isang polokong, e le boikwatlhao jo bo sa ikwatlhaelweng; mme bohutsana jwa lefatshe bo goga loso. Gonne bonang selo seo ka sosi, ke raya jaaka lo hutsafadiwa ka fa mokgweng o o tshwanetseng poifomodimo, ga tsosa ikelotlhoko e le kgolo jang mo go lona, ee, le go itlosa molato, ee, le tšhakgalo, ee, le poifo, ee, le tlhologelelo, ee, le tlhoafalo, ee, le go ipusolosa! Lo itshupile gotlhe fa lo itshekile ka ga selo se.

2 Corinthians 8:2

jaaka e rile mo tekong e kgolo ya pitlagano, botlalo jwa boitumelo jwa bone, le khumanego ya bone e kgolo, ga penologa letlotlo la go aba ga bone.

2 Corinthians 9:8-11

Modimo o nonofile go lo totafaletsa tshegofatso yotlhe; gore e tle e re lo ntse lo na le mo go lekanyeng ga dilo tsotlhe, lo bo lo totafalele tiro nngwe le nngwe e e molemo. Jaaka go kwadilwe ga twe: “O gasitse, o abetse bahumanegi; tshiamo ya gagwe e eme ka bosakhutleng.” Yo nayang mojadi peo le senkgwe sa go jewa, o tlaa lo naya a ba a ntsifatsa peo ya lona e e jalwang, a ba a totisa maungo a tshiamo ya lona; ka lo humisitswe dilo tsotlhe, gore lo ntshe mpho e kgolo, e e tlaa tsosang tebogo e e lebogang Modimo ka rona.

2 Corinthians 11:23-30

A ke badiredi ba ga Keresete? Nna bogolo; ke bua jaaka yo o sa ikutlweng ka bontsi jwa ditiro, le ka go tsena mo matlong a kgolegelo gantsi, le ka dithupa tse di fetang selekanyo, le ka go swa gantsi. Ke kgwathisitswe gatlhano ke Bajuta, ke ntse ke bewa dithupa di le 39. Ke iteilwe ka dithobane gararo, ka kgobotlediwa ka maje gangwe fela, ka thubegelwa ke sekepe gararo, ka lala gangwe fela ka ba ka tlhola mo botennyeng jwa lewatle; ke ntse ke le mo diketong gantsi, ka nna mo poitshegong ya dinokwane, le mo poitshegong ya ba gaetsho, le mo poitshegong ya Baditšhaba, mo poitshegong mo motseng, mo poitshegong mo nageng, mo poitshegong mo lewatleng, mo poitshegong mo go bakaulengwe ba e seng bone; ke le mo tirong le mo tapisegong, mo ditisong gantsi, mo tlaleng le mo lenyoreng, mo go itimeng dijo gantsi, mo serameng le mo bosaikategang. Kwa ntle ga dilo tse di kwa ntle, go na le mo go nkimelang ka malatsi otlhe, ke raya tlhobaelo ka ga diphutego tsotlhe. Go na le mang yo o bokoa, nna ke se bokoa? Mang yo o kgopisiwang, nna ke sa gakale? Fa ke na le go ipelafatsa, ke tlaa ipelafatsa ka dilo tse di amang bokoa jwa me.

2 Corinthians 12:5

Ke tlaa ipelafatsa ka ga yo o ntseng jalo; ga nketla ke ipelafatsa ka ga me, fa e se ka ga makoa a me fela.

2 Corinthians 12:7-10

E rile ka ntlha ya bogolo jo bo feteletseng jwa ditshenolo, gore ke se ka ka ikgodisa bobe, ka tsenngwa mutlwa mo nameng ya me, e le morongwa wa ga Satane go ntlhabaka, gore ke se ka ka ikgodisa bobe. Nkile ka rapela Morena gararo ka ga sone selo se, gore se ke se ntlogele. Mme o ntheile a re: “Tshegofatso ya me e go lekanye; gonne thata ya me e lekanyediwa mo bokoeng.” Ke gone bogolo thata ke tlaa ipelafatsa ka makoa a me, gore thata ya ga Keresete e tle e nne mo go nna. Ke gone ke itumelang mo makoeng, mo dikutlwisong botlhoko, mo go tlhokeng le mo dipogisong le mo dipitlaganong, ka ntlha ya ga Keresete, gonne mogang ke leng bokoa, e be e le gone ke leng thata.

Galatians 3:28-29

Ga go ka ke ga nna Mojuta le Mogerika, ga go ka ke ga nna motlhanka le mogololwa, ga go ka ke ga nna monna le mosadi; gonne lotlhe lo motho a le mongwe fela mo go Keresete Jesu. Mme fa lo le ba ga Keresete, foo lo losika lwa ga Aberahame, lo baruaboswa ka fa polelong ya tsholofetso.

Galatians 5:22

Mme loungo lwa Mowa ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo,

Galatians 6:2

Rwadisanyang merwalo, lo dirafatse molao wa ga Keresete jalo.

Ephesians 2:6

wa re tsosa nae, wa re dudisa nae mo mannong a selegodimo, mo go Keresete Jesu;

Ephesians 3:1

Ke gone ka moo, nna Paulo, mogolegwa wa ga Keresete Jesu ka ntlha ya lona Baditšhaba,

Ephesians 4:1-2

Ke gone, nna mogolegwa mo Moreneng, ke lo rapela thata, gore lo sepele mo go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yone. Ka boikokobetso jotlhe le bonolo, le ka bopelotelele, ka go iphapaanya mo loratong;

Ephesians 6:12-13

Gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo. Ke gone, lo tseyeng dibolao tsotlhe tsa Modimo, gore lo itse go ema mo motlheng wa bosula, le gore, lo sena go dira gotlhe, lo bo lo ntse lo eme.

Ephesians 6:18-20

lo ntse lo rapela ka metlha yotlhe mo Moweng, ka thapelo yotlhe le kokotlelo, lo ntse lo nnetse gone ka botswelelo pele jotlhe, lo ntse lo kokotlelela baitshepi botlhe, le nna, gore e tle e re ke tswa molomo, ke be ke newe puo ya go utlwatsa bosaitsiweng jwa Mafoko a a Molemo ka botlhoka poifo; a ke leng morongwa yo ke mo diketaneng ka ntlha ya one; gore ke bue mo go one ka botlhoka poifo, jaaka ke tshwanetse go bua.

Philippians 1:21-23

Gonne mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo. Mme fa go tshela mo nameng, fa mo e le lone loungo lwa tiro ya me, foo ga ke itse se ke ka se itshenkelang. Ke mo pitlaganong fa gare ga dilo tse pedi tse; ke na le keletso ya go tsamaya, ke ya go nna le Keresete; gonne mo, go molemo bogolo thata;

Philippians 1:29

Gonne lona lo neilwe ka ga Keresete, e seng go dumela mo go ene go le gosi, mme le gone go utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gagwe,

Philippians 2:27

Gonne ruri o ne a lwala, a ba a nna gaufi le go swa; mme Modimo wa mo utlwela botlhoko; mme e seng ene esi, e leng le nna gore ke se ka ka bona bohutsana bo tlhatlaganye le bohutsana.

Philippians 3:3

Gonne bogwera ke rona ba re obamang ka Mowa wa Modimo, re ipelafatsa ka Keresete Jesu, re bile re se na boikanyo bope mo nameng.

Philippians 3:10

gore ke itse ene, le thata ya go tsoga ga gagwe, le go tlhakanela nae dipogiso tsa gagwe, ke bopegela mo tshwanong ya loso lwa gagwe;

Philippians 3:20-21

Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete; yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

Philippians 4:4-7

Itumeleng mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke tlaa ba ke re: Itumeleng. A boiphapaanyo jwa lona bo itsiwe mo bathong botlhe. Morena o gaufi. Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo. Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.

Philippians 4:12-14

Go kokobediwa ke a go itse, le go huma ke a go itse; mo go sengwe le sengwe, le mo dilong tsotlhe ke ithutile bokwateng jwa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhoka. Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang. Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo ikopantse le nna mo pitlaganong ya me.

Philippians 4:19

Modimo wa me o tlaa lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, ka fa lohumong lwa one mo kgalalelong mo go Keresete Jesu.

Colossians 1:11-13

Lo nonotshiwe ka nonotsho yotlhe, ka fa nonotshong ya kgalalelo ya one, gore lo nne pelotelele yotlhe le boitshoko ka boitumelo; lo ntse lo ntshetsa Rara malebogo, ene yo o re tshwaneditseng, gore re nne baabedwi ba boswa jwa baitshepi mo leseding; yo o re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one;

Colossians 1:24

Jaana ke a itumela mo matlhokong a ke a utlwisiwang ka ntlha ya lona mme, mo ntlheng ya me, ke tlatsa mo nameng ya me mo go sa tlalang ga dipogiso tsa ga Keresete, ka ntlha ya mmele wa gagwe, o e leng phuthego;

Colossians 3:1-4

Ke gone, a e re fa lo tsositswe mmogo le Keresete, batlang dilo tse di kwa godimo, kwa Keresete o ntseng teng, a dutse ka fa letsogong le legolo la Modimo. Tlhomang mogopolo wa lona mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng. Gonne lo kile lwa swa, mme botshelo jwa lona bo fitlhilwe le Keresete mo Modimong. Mogang Keresete, yo e leng botshelo jwa rona, o tlaa bonalang, foo le lona lo tlaa bonala nae mo kgalalelong.

Colossians 3:15

A kagiso ya ga Keresete e laole mo pelong tsa lona, e lo bileng lo bileditswe yone mo mmeleng o le mongwe fela; mme lo nne lo leboge.

1 Thessalonians 2:2

Mme e rile ka re ne re utlwile botlhoko gale, ra ba ra dirwa dilo tsa botlhabisa ditlhong kwa Filipi, jaaka lo itse, ra sosologela pele mo Modimong wa rona go bua le lona Mafoko a a Molemo a Modimo, re le mo ntweng e kgolo.

1 Thessalonians 3:3-5

gore ope a se ka a tshikinngwa ke dipitlagano tse; gonne lona ka losi lo a itse fa re laoletswe gone moo. Gonne le gale, e rile re sa na le lona ra lo bolelela gale fa re na le go boga pitlagano, fela jaaka go dirafetse, e bile le lona lo a itse. Ka ntlha ya moo, le nna, e rile ke retelelwa ke go tlhola ke itshokile, ka roma gore ke itse tumelo ya lona, e se re kgotsa moraedi a ba a bile a lo raetse, le tiro ya rona ya nna lefela.

1 Thessalonians 4:13-15

Ga re rate lwa tlhoka go itse, bagaetsho, ka ga ba ba robalang; gore lo se hutsafale, jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo. Gonne fa re dumela gore Jesu o ne a sule mme a ba a tsoga, fela jalo ba ba swetseng mo go Jesu, Modimo o tlaa ba lere nae. Gonne se, re se bua le lona ka lefoko la Morena, gore rona ba re tlaa bong re tshedile, ba e tlaa reng mo go tleng ga Morena re fitlhelwa re setse, ga re ketla re etelela ba ba suleng pele.

1 Thessalonians 5:16-18

Itumeleng ka metlha yotlhe; lo rapeleng ka go bisa go khutla; lebogang mo dilong tsotlhe; gonne mo ke go rata ga Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona.

1 Thessalonians 5:23-24

A Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe fela; go le mewa ya lona, le dipelo tsa lona, le mebele ya lona, a go bolokwe go le mmogo, le ka go tlhoka molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete. Go boikanngo ene yo o lo bitsang, yo o bileng a tla go dira.

2 Thessalonians 1:4-7

e bile le rona ka rosi re belafala ka lona mo diphuthegong tsa Modimo, ka bopelotelele jwa lona le tumelo, lo le mo dipogisong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tse lo di itshoketseng. Dilo tse ke sesupo se se bonalang sa katlholo e e siameng ya Modimo, sa gore lo kaiwe lo tshwanetse bogosi jwa Modimo, jo lo bileng lo bo bogelang botlhoko. Ke raya fa e le mo go siameng mo Modimong go lefetsa pitlagano ya ba ba lo pitlaganyang; le go naya lona ba lo pitlaganngwang tapologo le rona, mo motlheng wa tshenolo ya Morena Jesu fa a tla a tswa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe,

2 Thessalonians 2:16-17

Jaana a Morena wa rona Jesu Keresete ka esi, le Modimo Rraetsho yo o re ratileng a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng, le tsholofelo e e molemo ka tshegofatso, a gomotse dipelo tsa lona, a lo tlhomamise mo tirong le mo puong nngwe le nngwe e e molemo.

2 Thessalonians 3:16

Jaana a Morena wa kagiso ka esi a lo neye kagiso ka metlha yotlhe, ka mekgwa yotlhe. A Morena a nne le lona lotlhe.

1 Timothy 5:23

O se tlhole o le monwi wa metsi, o nne o nwe bojalwanyana jwa mofine ka ntlha ya mala a gago, le makoa a gago a mantsi.

1 Timothy 6:7-8

gonne ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe; e re fa re na le dijo le diaparo, re tlaa ritibatsa pelo mo go tsone.

2 Timothy 1:7

Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa bogatlapa, fa e se wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng fela.

2 Timothy 1:8-12

Ke gone, o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ga tshupo ya Morena wa rona, le fa e le ka ga me ke le mogolegwi wa gagwe, mme o itshokele bothata o na le Mafoko a a Molemo ka fa thateng ya Modimo; o o re bolokileng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, fa e se ka fa boikaelelong jwa one le tshegofatso, e re sa leng re e newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo. Jaanong go senotswe ke go bonala ga Mmoloki wa rona Keresete Jesu, yo o nyeleditseng loso, a baya botshelo le bosaboleng mo leseding ka Mafoko a a Molemo, a ke beilweng moreri wa one, le moaposetole, le moruti. Ke ka gone moo ke bileng ke boga dilo tse; le fa go ntse jalo, ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse ene yo ke mo dumetseng, ke a tlhomamisa fa a nonofile go dibela se ke se mo neetseng go ya go fitlha mo tsatsing leo.

2 Timothy 2:9-12

a ke tshwereng bothata mo go one, ke ba ke tsena mo dikgoleng jaaka modiradibe; mme lefoko la Modimo lone ga le a golegwa. Ke gone, ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya ba ba itshenketsweng, gore le bone ba amogele poloko e e mo go Keresete Jesu, le kgalalelo e e sa khutleng. Go boikanngo polelo e e reng: “Gonne fa re kile ra swa nae, le gone re tlaa tshela nae; fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola;

2 Timothy 3:10-12

Mme wena o latetse thuto ya me le mokgwa, le boikaelelo, le tumelo le bopelotelele, le lorato, le boitshoko, le dipogiso, le dibotlhoko; e bong dilo tse di nkwetseng mo Antioke le mo Ikonio, le mo Lusetera; e bong dipogiso tse ke di bogileng; Morena o nkgolotse mo go tsone tsotlhe fela. Ee, le botlhe ba ba ratang go tshela ka poifomodimo mo go Keresete Jesu ba tlaa bona pogiso.

2 Timothy 4:5

Mme wena o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago.

2 Timothy 4:6-8

Gonne nna ke setse ke isiwa tshupelo le jaana, le lobaka lwa go tloga ga me lo fitlhile. Ke tlhabanye ntwa e e molemo, ke digetse sebaka sa tshiano, ke bolokile tumelo. Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnanyang mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.

2 Timothy 4:16-18

E rile mo go ikarabeleng ga me ga ntlha, ga go a ka ga dira le ope yo o mpatang, mme botlhe ba ntatlha fela. A ba ke ba se ka ba bewa molato wa gone. Mme Morena o ne a ema fa go nna, a ba a nnaya thata; e le gore taetso e tle e bolelwe ka botlalo ka nna, le gore Baditšhaba botlhe ba utlwe; ka gololwa mo molomong wa tau. Morena o tlaa nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, o tlaa mpolokela go nkisa bogosing jwa gagwe jwa selegodimo; yo kgalalelo e ka kang ya nna go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

Titus 1:2

mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo, o o sa ka keng wa aka, o bo solofeditseng batho pele ga metlha e e se nang tshimologo;

Philemon 1:1

Ke nna Paulo, mogolegwi wa ga Keresete Jesu, ke na le Timotheo mokaulengwe. Ke kwalela Filemone moratwa wa rona, le modiri ka rona.

Philemon 1:9

le fa go ntse jalo, ka ntlha ya lorato bogolo ke go rapela fela, ke le yo o tshwanang le Paulo wa monnamogolo, jaanong ke bile ke le mogolegwi wa ga Keresete Jesu.

Hebrews 2:14-15

E re ka bana ba tlhakanetse nama le madi, le ene ka esi a itlhakanya natso jalo; gore e tle e re ka loso a nyeletse ene yo o ne a na le nonofo ya loso, e bong diabolo; le gore a golole bone botlhe, ba e rileng ka poifo ya loso ba bo ba ntse ba le mo kgolegong, mo botshelong jotlhe jwa bone.

Hebrews 2:18

Gonne e re ka ene ka esi a bogisegile ka a raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang.

Hebrews 4:1-9

Ke gone, rona a re boifeng, e tlaa re kgotsa polelo ya tsholofetso e ntse e le teng, ya go tsena mo boikhutsong jwa one, mongwe wa lona a ba a nne e kete o e tlhaetse. Gonne ammaaruri le rona re ntse ra nna ra rerelwa mafoko mangwe a a molemo, fela jaaka bone; mme lefoko la kutlo ga le a ka la solega molemo mo go bone, ka ba se ka ba tshwaraganngwa ka tumelo le bone ba ba utlwileng. Gonne rona ba re dumetseng re tsena mo boikhutsong joo, fela jaaka o rile: “Jaaka ke ikanne mo bogaleng jwa me ka re: ‘Ga ba ketla ba tsena mo boikhutsong jwa me,’ ” le fa ditiro di sa le di wediwa mo tlholegong ya lefatshe. Gonne o buile golo gongwe ka ga letsatsi la bosupa, ka mo go ntseng jaana wa re: “Modimo wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo ditirong tsotlhe tsa one,” gape le mo felong fa, fa go twe: “Ga ba ketla ba tsena mo boikhutsong jwa me.” Ke gone, e re ka go saletse bangwe, gore ba tlaa tsena mo go jone, ba ba reretsweng Mafoko a a Molemo gale ba tlhaetse go tsena ka ntlha ya go gana go utlwa. O bile o kaya letsatsi lengwe, ka o bua mo go Dafite, lobaka lo lo kalo lo sena go feta wa re: “Gompieno,” jaaka go builwe gale: “Gompieno fa lo utlwa lentswe la one, se kgwaralatseng dipelo tsa lona.” Gonne fa Jošua a ka bo a ne a ba neile boikhutso, o ka bo o se ka wa bua kwa morago ka ga letsatsi le sele. Ke gone boikhutso jwa sesabata bo ntse bo saletse batho ba Modimo;

Hebrews 4:15-16

Gonne moperesiti yo mogolo yo re nang nae, ga se yo o sa ka keng a angwa ke go utlwana le rona makoa a rona; mme ke yo o kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a se na boleo. Ke gone rona, a re atameleng setulo sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo, gore re tle re amogele boutlwelobotlhoko, re bone tshegofatso e e tlaa re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka one.

Hebrews 5:7-8

(E bong Jesu,) yo e rileng mo metlheng ya gagwe a le mo nameng, a sena go isa merapelo le mekokotlelo e e nang le selelo se setona, le dikeledi, kwa go ene yo o nonofileng go mo golola mo losong; ya re a sena go utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe; le fa a le ngwana, le fa go ntse jalo, a ithuta kutlo ka dilo tse o di bogileng.

Hebrews 10:32-38

Lo ikgakolole metlha ya jale, e e rileng lo sena go bonesiwa, lwa bona ntwa e kgolo ya ditlhokofatso mo go yone, ka ntlha e nngwe e le ka go ntshiwa segakgamalelo ka dikgobo le ka dipitlagano; ka ntlha e nngwe e le ka go di tlhakanela le ba ba direlwang jalo. Gonne, ba ba mo dikgoleng lo ba tlhomogetse pelo, lwa itshokela go thopiwa ga dilo tsa lona ka boitumelo, lo ntse lo itse fa lona ka losi lo na le boswa jo bo molemo bogolo, le jo bo tlhomameng. Ke gone, se latlheng tshosologo ya lona, e e nang le tefo e kgolo ya tuelo. Gonne lo tshwanetse go dirana le bopelotelele, gore e tle e re lo sena go dira go rata ga Modimo, lo bo lo amogele polelo ya tsholofetso. “Gonne go sa ntse go le lobakanyana, mme yo o tlang o tlaa tla, ga a ketla a diega; mosiami wa me o tlaa tshela ka tumelo; mme fa a ikgogona, mowa wa me o tlaa bo o se na kgatlhego mo go ene.”

Hebrews 11:12

E bile ke gone go tlhogileng mo go a le mongwe fela, le ene a tshwana jaaka a sule, bontsi jo bo kanang ka dinaledi tsa legodimo, le jaaka mošawa o o fa dintshing tsa lewatle, o o sa ka keng wa balwa.

Hebrews 11:13

Ba botlhe ba sule ba le mo tumelong, ba ise ba amogele dipolelo tsa tsholofetso; mme ba di bona, ba ba ba di itumelela di le kgakala, ba ipolela fa ba le baeng le baeti mo lefatsheng.

Hebrews 11:24-27

Ka tumelo Moše, e rile a sena go gola, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a itshenkela go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobaka; a kaya fa go kgobelwa Keresete e le khumo e e molemo go gaisa mahumo a Egepeto; gonne o ne a lebile tefo ya tuelo. Ka tumelo a tlhoboga, a tloga mo Egepeto, a sa boife bogale jwa kgosi; gonne o ne a itshoka jaaka mongwe yo o tlhomileng matlho mo go ene yo o sa bonaleng.

Hebrews 11:32-40

Ke tlaa fela ke buang? Gonne ke tlaa tlhaelwa ke lobaka fa ke bolela ka ga Giteone, le Barake, le Samesone, le Jefethe; le ka ga Dafite, le Samuele, le baperofeti; ba e rileng ka tumelo ba fenya magosi, ba dira tshiamo, ba amogela dipolelo tsa tsholofetso, ba thiba melomo ya ditau, ba tima bogale jwa molelo, ba falola mo bogaleng jwa tšhaka; e rile ba le bokoa ba thatafadiwa, ba nna dinatla mo ntweng, ba leleka dintwa tsa ditšhaba tsa baeng. Basadi ba amogela baswi ba bone ba tsosiwa mo baswing. Ba bangwe ba teketwa, ba gana go amogela kgololo, e le gore ba tle ba bone go tsoga mo losong mo go molemo bogolo. Ba bangwe ba lekwa ka ditshotlo le ka go seolakwa, ee, le ka dikgole gape, le ka go tsenngwa mo matlong a kgolegelo: Ba kgobotlediwa ka maje, ba fatoganngwa ka šage, ba raelwa, ba bolawa ka tšhaka; ba tsamaya fela ba apere matlalo a dinku le a dipodi; ba ne ba ipotlhere, ba se na sepe, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula. E ne e le batho ba lefatshe le sa tshwanelwang ke bone – ba kgarakgatshega mo dikakeng, mo dithabeng, mo dikgageng le mo mesimeng ya lefatshe. Botlhe ba, tshupo e ba dirafaletse ka tumelo ya bone, mme ba se ka ba bona tirafalo ya polelo ya tsholofetso, ka Modimo o ne o baakanyeditse rona sengwe se se molemo bogolo, gore ba tle ba se ka ba dirwa boitekanelo kwa ntle ga rona.

Hebrews 12:1-3

Ke gone, e re ka re dikanyeditswe ke boidiidi jo bo kalokalo jwa basupi, a le rona re latlheng bokete bongwe le bongwe, le boleo jo bo bofefo go re rareetsa, mme a re sianeng ka bopelotelele tshiano e re e beilweng pele, re ntse re lebile kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona, yo e rileng ka boitumelo jo o bo beetsweng pele a itshokela mokgoro, a nyatsa ditlhong, mme a dula ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la setulo sa Modimo sa bogosi. A lo ke lo akanyeng ene yo o itshoketseng kganelo e e kalokalo ya baleofi ba ba ikganetsang, gore lo tle lo se ka lwa lapa, lwa ngodiega mo meweng ya lona.

Hebrews 12:4-11

Go ganela ga lona ga go ise go ko go fitlhe mo go tshologeng madi, lo ganela le boleo. Lo bile lo lebetse tao e e buang le lona jaaka bana, e re: “Morwaaka, se nyatse kwatlhao ya Morena, o bo o se ngodiege fa o kgalemelwa ke ene; gonne yo Morena o mo ratang o a tle a mo otlhaye, a kgwathise ngwana mongwe le mongwe yo o mo amogelang.” Kwatlhao ke yone e lo e itshokelang. Aitse Modimo o lo direla jaaka bana; gonne ngwana ke ofe yo rraagwe o sa mo otlhayeng? Mme fa lo sa bone kwatlhao e botlhe ba e bonang, lo bo lo le bana ba dikgora, e seng bana sebele. Gape, re ne re na le borraetsho ba nama ba ba re otlhaileng, mme ra ba sisimoga. Bogolo thata a ga re ketla re nna kutlo mo go ene Rara wa mewa, ra tshela? Gonne le gale bone ba re otlhaile ka malatsinyana, ka fa ba ratileng ka teng; mme ene o re gapela kwa molemong, e bong gore re abelwe boitshepo jwa gagwe. Mo bakeng lono, e kete kwatlhao yotlhe e ntse jaaka e kete ga e na boitumediso, fa e se tlhokofatso fela; le fa go ntse jalo, e a re kwa morago ba ba e rutintshitsweng, e ba ungwele loungo lwa kagiso, e bong loungo lwa tshiamo.

Hebrews 12:12-13

Ke gone, tsholetsang mabogo a a lepeletseng, le mangole a a reketlang, lo direle dinao tsa lona ditsela tse di siameng, gore se se tlhotsang se se ka sa lokologa, bogolo se tle se sidilege.

Hebrews 13:3

Gopolang ba ba mo dikgoleng, jaaka fa lo ka bo lo golegilwe nabo; le ba ba direlwang maswe, jaaka le lona lo sa ntse lo le mo mmeleng.

Hebrews 13:5-6

Lo ikgolole mo go rateng khumo ya madi; lo nne boitumelo ka dilo tse lo nang natso; gonne go buile ene ka esi a re: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.” Jalo re bua ka go inametsa pelo re re: “Jehofa ke mothusi wa me, ga nketla ke boifa; ana motho o ka ntirang?”

Hebrews 13:12-14

Ke gone ka moo, Jesu le ene a boga loso kwa ntle ga kgoro ya motse, gore a tle a itshepise batho ka madi a e leng a gagwe. Ke gone, le rona a re tsweleng kwa go ene kwa ntle ga motse, re belege kgobo ya gagwe. Gonne mono ga re na motse o o tlhomameng, re batla one motse o o tlaa tlang.

Hebrews 13:15-16

Jalo a re nneng re isetse Modimo tshupelo ya pako ka ene ka metlha yotlhe, e bong loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe. Go dira molemo le go thusanya, lo se ka lwa go lebala, gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.

James 1:2-4

Bagaetsho, lo kaye fa e lo boitumelo fela, mogang lo welang mo ditekong di le dintsi; lo ntse lo itse fa go lekwa ga tumelo ya lona go tle go tsose bopelotelele. Lo mme bopelotelele bo dire tiro ya jone e e tletseng, gore lo tle lo nne botlalo le boitekanelo, lo sa tlhaele mo go sepe.

James 1:12

Go sego motho yo o itshokelang diteko; gonne o tlaa re a sena go lekwa a lebogwe, a bone serwalo sa botshelo, se Morena o se solofeditseng ba ba mo ratang.

James 5:10-11

Bagaetsho, lo ipeele sekao sa boitshoko le bopelotelele, ka baperofeti ba ba kileng ba bua mo ineng la Morena. Bonang, re a tle re re, go sego ba ba kileng ba nna ba itshoka; lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe, mme lo bonye bofelelo jwa Morena jaaka Morena a tletse bopelotlhomogi, a le boutlwelobotlhoko.

James 5:13-16

A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a rapele. A mongwe o a itumela? A a opele pako. A mongwe mo go lona o a lwala? A a bitse bagolwane ba phuthego; mme a ba rapele fa go ene, ba mo tlotse lookwane mo ineng la Morena. Thapelo ya tumelo e tlaa boloka ene yo o lwalang, mme Morena o tlaa mo kakatlolola; fa a leofile, o tla go itshwarelwa. Ke gone lo ipolelelane dibe, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe. Mokokotlelo wa mosiami o thusa thata mo go direng ga one.

1 Peter 1:6-7

Mo lo itumelang thata mo go gone, le fa gompieno ka lobakanyana, fa go lopiwa jalo, lo bo lo tsenye mo bohutsaneng ka diteko dingwe le dingwe di le dintsi, gore go lekwa ga tumelo ya lona, ka e ratega bogolo go gouta e e nyelelang, le fa e lekilwe ka molelo, go fitlhelwa e le pako le kgalalelo le tlotlo, mo tshenolong ya ga Jesu Keresete;

1 Peter 2:19-24

Gonne mo, go a lebosega, fa e ka re ka ntlha ya go gopola Modimo, motho a ba a itshokela mahutsana, a utlwa botlhoko a se na molato. Gonne pelafalo lo bo lo na le efe, fa e ka re lo leofa, lo itewa ka ntlha ya gone, lwa go itshokela ka bopelotelele? Mme fa e tlaa re lo dira sentle, lo utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gone, lwa go itshokela ka bopelotelele, mo go bo go lebosega mo Modimong. Gonne lo bileditswe gone moo; gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe: “Yo o se kang a dira boleo bope, le boferefere bo se kang jwa fitlhelwa mo molomong wa gagwe.” Yo e rileng a kgojwa, a se ka a ba a kgoba; yo e rileng a boga botlhoko, a se ka a bopa; mme a ineela fela mo go yo o atlholang ka tshiamo; yo e leng ene ka esi o belegeng dibe tsa rona mo mmeleng wa gagwe a le mo setlhareng, gore rona, ka re sule ka ga dibe, re tle re tshelele tshiamo; yo e leng ene yo lo fodisiwang ka dingalo tsa gagwe.

1 Peter 3:14

Mme e tlaa re fa lo ka boga botlhoko ka ntlha ya tshiamo, lo bo lo le sego; lo se ka lwa boifa poitsho ya bone, le gone lo se ka lwa huduega;

1 Peter 3:17-18

Gonne go molemo bogolo, fa go rata ga Modimo go ka nna jalo, lwa boga botlhoko ka ntlha ya go dira molemo, e seng ka ntlha ya go dira bosula. Ka Keresete le ene a bogile botlhoko gangwe fela, ka ntlha ya maleo, a le mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re lere mo Modimong; a bolawa mo nameng, a rudisiwa mo moweng;

1 Peter 4:1

Ke gone, e re ka Keresete a kile a boga botlhoko mo nameng, le lona lo tlhomele one mogopolo oo; gonne yo o bogileng botlhoko mo nameng o baketse boleo;

1 Peter 4:12-16

Baratwa, se gakgamaleleng teko e e gotetseng e e mo go lona, e e lo tlelang go lo leka, jaaka fa e ka bo e le selo sengwe se se sa itsiweng se lo dirafaletse: E re ka lo tlhakanetse le Keresete dipogiso tsa gagwe, lo itumele; gore e tle e re mo tshenolong ya kgalalelo ya gagwe le gone lo bo lo itumele, ka boitumelo jo bo feteletseng. Fa lo kgojwa ka leina la ga Keresete, lo sego; ka Mowa wa kgalalelo le Mowa wa Modimo o ntse mo go lona. Ope wa lona a se ka a boga botlhoko a le mmolai, kgotsa legodu, kgotsa modira bosula, kgotsa e le yo o itsenyang mo mafokong a batho ba bangwe: Fa motho a boga botlhoko ka a le Mokeresete, a a se tlhajwe ke ditlhong; a a galaletse Modimo mo leineng le.

1 Peter 4:19

Ke gone, a bone ba ba utlwang botlhoko ka fa go rateng ga Modimo, a ba neele Mmopi yo o boikanngo mewa ya bone ba le mo go direng molemo.

1 Peter 5:1

Ke gone, bagolwane ba ba mo go lona ke a ba laya, ke le mogolwane ka bone le mosupi wa dipogiso tsa ga Keresete, ke bile ke le yo o nang le kabelo mo kgalalelong e e tlaa senolwang:

1 Peter 5:6-10

Ke gone ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela. Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang. Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng. Modimo wa tshegofatso yotlhe, o o lo bileditseng kwa kgalalelong ya one, e e sa khutleng mo go Keresete, e tlaa re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, one ka osi o tlaa lo dira boitekanelo, o lo tiisa o lo thatafatsa.

2 Peter 1:3

Ka gobo thata ya gagwe ya Semodimo, e re neile dilo tsotlhe tse e leng tsa botshelo le tsa poifomodimo, ka go itse ene yo o re biditseng ka kgalalelo ya gagwe le molemo wa gagwe;

2 Peter 2:9

Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mopetsong, go tle go tsamaye letsatsi la tshekiso le be le ba fitlhele.

2 Peter 3:8-9

Baratwa, lo se ka lwa lebala selo se le sengwe ke se, gore letsatsi le le lengwe fela mo Moreneng le ntse jaaka dinyaga di le 1 000, le dinyaga di 1 000 di ntse jaaka letsatsi le le lengwe fela. Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.

1 John 4:4

Lona lo ba Modimo, banyana ba me, lo ba fentse; ka yo o mo go lona a le mogolo go feta yo o mo lefatsheng.

1 John 4:16-18

Re a itse, re bile re dumetse lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Modimo o lorato; yo o nnetseng ruri mo loratong, o nnetse ruri mo Modimong, le Modimo o nnetse ruri mo go ene. Lorato lo dirwa boitekanelo kwano go rona ka gone mo, gore re tle re nne le botlhokapoifo mo tsatsing la tsheko; gonne jaaka a ntse, le rona re ntse fela jalo mo lefatsheng leno. Ga go na poifo epe mo loratong; mme lorato lo lo itekanetseng lo tle lo latlhele poifo kwa ntle, ka poifo e na le petso; yo o boifang ga a a dirwa boitekanelo mo loratong.

1 John 5:4-5

Gonne sengwe le sengwe se se tsetsweng ke Modimo se fenya lefatshe; e ke yone phenyo e e fenyang lefatshe, e bong tumelo ya rona. E mang yo o fenyang lefatshe, fa e se yo o dumelang fa Jesu e le Morwa Modimo?

1 John 5:14-15

Mo ke jone botlhokapoifo jo re nang najo ntlheng ya gagwe, gore fa re lopa sengwe ka fa go rateng ga one, o a re utlwa. Fa re itse gore le fa e ka bo e le eng se re se lopang o bo o re utlwa, re a bo re itse fa re tshotse ditopo tse re di lopileng mo go one.

3 John 1:2

Moratwa, ke rapela gore mo dilong tsotlhe o tle o tlhogonolofale, o robale sentle, fela jaaka mowa wa gago o a bo o ntse o tlhogonolofetse.

Revelation 1:18

e bile ke nna Motshedi; ke ne ke sule, mme bonang, ke tshedile ka bosakhutleng; ke tshotse dikopololo tsa loso le tsa Bobipo.

Revelation 2:7

“ ‘Yo o nang le tsebe, a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene yo ke tlaa mo nayang go ja setlhare sa botshelo, se se mo Parataisong ya Modimo.’

Revelation 2:8-10

“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Semurena, o re: ‘Wa ntlha le wa bofelo, yo o kileng a swa, a ba a tshela gape, o bua dilo tse, a re: Ke a e itse pitlagano ya gago, le khumanego ya gago – mme o humile – ke a go itse go tlhapatsa ga ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, e le ba phuthego nngwe ya ga Satane. O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o boga botlhoko jwa tsone. Bonang, diabolo o tloga a latlhela bangwe ba lona mo ntlong ya kgolegelo, gore lo lekwe; mme lo tlaa bona pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanngo fela le go ya kwa losong, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo.

Revelation 2:11

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang ga a ketla a utlwisiwa botlhoko ke loso lwa bobedi.’

Revelation 2:17

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene ke tlaa mo abelang mana a a fitlhilweng, ke tlaa mo naya lentswe le lesweu, lentswe leo go tlaa bo go kwadilwe leina le leša mo go lone, le go se nang ope yo o le itseng, fa e se ene yo o le amogelang.’

Revelation 2:26-29

Yo o fenyang, le yo o bolokelang ditiro tsa me go ya kwa bofelong, ke ene yo ke tlaa mo nayang taolo mo merafeng; mme o tlaa e laola ka tsamma ya tshipi; fela jaaka dijana tsa mmopi di tle di thubaganngwe; jaaka le nna ke amogetse mo go Rre; mme ke tlaa mo naya naledi ya moso. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:5-6

Yo o fenyang, o tlaa apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; mme ga nketla ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tlaa ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:12-13

Yo o fenyang ke tlaa mo dira lokotwana mo tempeleng ya Modimo wa me, ga a ketla a tlhola a tswa gone gope; ke tlaa kwala mo go ene leina la Modimo wa me, le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema o moša, o o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me, le leina le e leng la me le leša. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:21-22

Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’ ”

Revelation 7:14-17

Ka mo raya ka re: “Morena wa me go itse wena.” Mme a nthaya a re: “Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana. Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng; ba o direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; yo o dutseng mo setulong sa bogosi o tlaa tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone. Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora; le letsatsi ga le ketla le ba babalela, le fa e le mogote ope, gonne Kwana yo o fa gare ga setulo sa bogosi, o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”

Revelation 12:11

Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.

Revelation 14:12-13

Bopelotelele jwa baitshepi ke jone joo, e bong jwa ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo, le tumelo mo go Jesu. Ka utlwa lentswe le le tswang legodimong le re: “Kwala, o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng, go simolola fano le go ya pele. “Ee,” go bua Mowa, “gore ba bone tapologo mo letsapeng la bone; gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.”

Revelation 18:24

Mme ga fitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go one, le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”

Revelation 20:4

Ka bona ditulo tsa bogosi, batho ba dula mo go tsone, ba neelwa katlholo; ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya tshupo ya ga Jesu, le ka ntlha ya lefoko la Modimo, le ba ba se kang ba obamela sebatana, le fa e le setshwantsho sa sone, le gone ba se ka ba iteseletsa go tshwaiwa lotshwao mo diphatleng, le mo diatleng tsa bone; mme ba tshela ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di le sekete.

Revelation 21:4-7

O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.” Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko. Yo o fenyang o tlaa rua dilo tse, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe, le ene o tlaa nna morwaake.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net