30 – Tlhatlogo

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Tlhatlogo.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Matthew 24:29-31

“Mme gautshwane, morago ga sepitla sa metlha eo, letsatsi le tlaa fifala, kgwedi le yone ga e ketla e ntsha lesedi la yone, dinaledi di tlaa wa kwa legodimong, le dinonofo tsa magodimo di tlaa reketlisiwa. Ke gone go tlaa bonalang sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo. O tlaa roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya lonaka, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa sekhutlong sengwe sa legodimo go ya go se sengwe.

1 Thessalonians 4:16-17

Gonne Morena ka esi o tlaa fologa kwa legodimong, ka lošalaba, le ka lentswe la moengele yo mogolo, le ka go galaotega ga lonaka lwa Modimo; mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tlaa tsoga pele: Foo rona ba re tlaa bong re tshedile re tlogetswe, re tlaa tsholediwa mmogo nabo mo marung, re ya go kgatlhantsha Morena mo loaping; jalo re tlaa nnela ruri le Morena.

2 Thessalonians 2:1-4

Jaana re a lo rapela, bagaetsho, ka ga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete, le go phuthegela ga rona kwa go ene; ra re, lo se ka lwa ba lwa tshikinngwa mogopolo, le fa e le go fuduiwa ke mowa mongwe, le fa e le ke puo, le fa e le ke lokwalo lo go ka tweng lo tswa kwano go rona, go etsa jaaka e kete letsatsi la Morena le setse le le fa. Ope motho a se ka a lo fora ka mokgwa ope; gonne ga go ketla go dirafala, fa tenego e sa tle pele, le fa monna wa boleo a sa senolwe, yo e leng morwa tatlhego. E bong yo o ikgantshang, a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwang modimo, kgotsa mo go obamelwang; a ba a tle a dule mo tempeleng ya Modimo, a ikaye gore ke ene Modimo.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 216

Genesis 3:15

Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.”

Job 19:25-27

Nna ke a itse fa morekolodi wa me a tshedile, le go re o tlaa re kwa bofelong a eme ka dinao mo lefatsheng. E tlaa re morago letlalo la me le sena go senngwa jaana, ke tlaa bona Modimo ke le mo nameng ya me; o ke tlaa o iponelang ka nosi, matlho a me a tlaa o leba, e seng a o sele. Diphilo tsa me di fediwa mo teng ga me.

Isaiah 2:2-4

Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, e tlaa golediwa godimo ga makhujana, mme merafe yotlhe e tlaa fologela kwa go yone. Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe:” Gonne mo Sione go tlaa tswa molao, le lefoko la ga Jehofa le tlaa tswa Jerusalema. O tlaa atlhola fa gare ga merafe, a kgalemele ditšhaba di le dintsi, mme di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.

Isaiah 2:10-21

Tsena mo lefikeng, o bo o iphitlhe mo loroleng, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe. Matlho a motho o a kadileng a tlaa bokaladiwa, le bopelompe jwa batho bo tlaa obiwa, mme mo letsatsing leo go tlaa godisiwa Jehofa a le esi fela. Gonne go tlaa nna letsatsi la ga Jehofa wa masomosomo mo go sengwe le sengwe se se boikgodiso le bopelompe, le mo go sengwe le sengwe se se tsholetsegileng, mme di tlaa bokaladiwa; le mo masetareng otlhe a Lebanone, a a godileng a tsholetsegile, le mo maokeng otlhe a Bašane; le mo dithabeng tsotlhe tse di godileng, le mo makhujaneng otlhe a a tsholetsegileng; le mo kagong ya phemelo nngwe le nngwe e e godileng, le mo lorakong longwe le longwe lo lo agetsweng phemelo; le mo dikepeng tsotlhe tsa Tarešiše, le mo ditshwantshong tsotlhe tsa tse di eletsegang. Bogodi jwa motho bo tlaa obiwa, le bopelompe jwa batho bo tlaa ngotlwa; mme mo letsatsing leo go tlaa godisiwa Jehofa a le esi fela. Medimo ya disetwa e tlaa fetela ruri e ya koo. Batho ba tlaa tsena mo dikgageng tsa mafika le mo mesimeng ya lefatshe, ba tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe, motlhang o nanogelang go reketlise lefatshe ka thata e kgolo. E tlaa re mo letsatsing leo motho o tlaa latlhela kwa dirathing, le kwa go bomamathwane, medimo ya disetwa ya gagwe ya selefera, le medimo ya disetwa ya gagwe ya gouta, e batho ba e mo diretseng gore a e obamele. Mme a tsena mo meoleng e metona ya mafika, le mo dipharong tsa mafika a a makgawekgawe, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe, motlhang o nanogelang go reketlisa lefatshe ka thata e kgolo.

Isaiah 4:4-5

Motlhang o Morena o tlhatswitseng matladika a bomorwadia Sione, a gelola madi a Jerusalema mo gare ga one, ka mowa wa tshekiso, le ka mowa wa phiso. Mme Jehofa o tlaa tlhola leru le mosi go nna mo godimo ga bonno jotlhe jwa thaba ya Sione, le godimo ga diphuthego tsa one mo motshegareng, le go phatsima ga molelo o o tutumang bosigo; gonne mo godimo ga kgalalelo yotlhe go tlaa tsharololelwa logogo lo lo sirang.

Isaiah 9:6-7

Gonne ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: “Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.” Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo, a le mo setulong sa bogosi sa ga Dafite, le mo bogosing jwa gagwe go bo tlhomamisa, le go bo tshegetsa ka katlholo le ka tshiamo, go tloga gompieno go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tlaa dirafatsa selo se.

Isaiah 13:6-13

Bokolelang; gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi; le tlaa tla jaaka tshenyego e e tswang mo go Mothataotlhe. Ke gone ka moo diatla tsotlhe di tlaa repang, le pelo nngwe le nngwe e tlaa nyema. Ba tlaa rerega; metlotsedi e tlaa ba tshwara le mahutsana; ba tlaa nna mo botlhokong jaaka mosadi yo o belegang; ba tlaa gakgamalelana fela; difatlhogo tsa bone di tlaa nna difatlhogo tsa kgabo ya molelo. Bonang letsatsi la ga Jehofa le etla, la bolalome, ka tšhakgalo le bogale jo bo tukang, go dira lefatshe tshwafalo, le go senyetsa ruri baleofi ba ba mo go lone. Gonne dinaledi tsa legodimo le dinaletsana tsa lone ga di ketla di ntsha lesedi la tsone; letsatsi le tlaa tlhatloga le fifetse, le kgwedi ga e ketla e phatsimisa lesedi la yone. Lefatshe ke tlaa le beletsa bosula jwa bone, le baikepi boikepo jwa bone; ke tlaa khutlisa boikgantsho jwa ba ba bopelompe, ke tlaa isa tlase boipego jwa ba ba boitshegang. Ke tlaa dira gore monna a tlhokafale bogolo go gouta e ntlentle, e bong motho bogolo go gouta e e itshekileng ya Ofire. Ke gone ka moo ke tlaa roromisang magodimo, lefatshe le tlaa kutumisiwa le tswa mo felong ga lone, ka tšhakgalo ya ga Jehofa wa masomosomo, le mo letsatsing la bogale jwa gagwe jo bo tukang.

Isaiah 25:8

O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe; le yone kgobo ya batho ba gagwe o tlaa e tlosa mo lefatsheng lotlhe fela; gonne Jehofa o le boletse.

Isaiah 34:2-10

Gonne Jehofa o gakaletse merafe yotlhe, o šakgaletse ntwa yotlhe ya yone; o e senyeditse ruri, o e neetse go gailwa fela. Babolaiwa ba bona ba tlaa latlhelwa kwa ntle, mme sefoka sa ditoto tsa bone se tlaa phunyega, le dithaba di tlaa nyera ka madi a bone. Lesomosomo lotlhe la legodimo le tlaa nyera, magodimo a tlaa tshophiwa jaaka lokwalo lo lo tshophiwang; lesomosomo lotlhe la one le tlaa tlhotlhorega jaaka lekakaba le tle le tlhotlhorege mo mofineng, le jaaka lekakaba le tlhotlhorega mo feiyeng. Gonne tšhaka ya me e nole e kgotshe mo legodimong; bonang, e tlaa wela Etome godimo, le mo bathong ba neelo ya me, go ba sekisa. Tšhaka ya ga Jehofa e tlhamuketse madi, e nontshitswe ka monono, ka madi a dikwanyana le a dipodi, le ka mafura a diphilo tsa diphelefu; gonne Jehofa o na le setlhabelo mo Bosera, le kgailo e kgolo mo lefatsheng la Etome. Dinare di tla fologa natso, le dipholo di na le dipoo, lefatshe la bone le tlaa tagwa ke madi, le lorole lwa bone lo tlaa nongwa ka monono. Gonne ke letsatsi la pusoloso ya ga Jehofa, ke ngwaga wa tefetso mo kgangnyeng ya Sione. Dinokana tsa teng di tlaa fetoga boka, le lorole lwa teng sulefura, lefatshe la teng le tlaa nna boka jo bo tukang molelo. Ga go ketla go tingwa bosigo le motshegare; mosi wa teng o tlaa kuelela ka bosakhutleng; go tlaa namalala go kgakgabetse go ya ditshikatshikeng; ope ga a ketla a go ralala ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Isaiah 45:22-23

Lebang kwa go nna, lo bolokwe lona lotlhe dikhutlo tsa lefatshe; gonne nna ke Modimo, mme ga go na ope o sele. Ke ikanne ka nna ka nosi, lefoko le dule mo molomong wa me mo tshiamong, mme ga le ketla le boa, la go re: ‘Mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ikana ka nna.’

Isaiah 46:10

Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe; ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’

Isaiah 52:8

A lentswe la balebedi ba gago! Ba tsholetsa lentswe, ba opela mmogo; gonne ba tlaa bona ba lebanye mo matlhong, mogang Jehofa o boelang mo Sione.

Isaiah 65:17

“Gonne, bonang, ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong.

Isaiah 66:22

“Gonne jaaka magodimo a maša a ke tlaa a dirang a tlaa sala a ntse fa pele ga me, le lefatshe le leša, losika lwa lone lo tlaa sala lo ntse jalo, le leina la lone jalo,” go bua Jehofa.

Jeremiah 30:7

Ija we! Gonne letsatsi leo le logolo, go bile go se na lepe le le tshwanang nalo; ke motlha wa khuduego ya ga Jakobe fela; mme o tlaa gololwa mo go lone.

Ezekiel 34:11-13

“Gonne Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, nna ka nosi, e bong nna, ke tlaa senka dinku tsa me, ke tlaa di latela. Jaaka modisa a tle a senke letsomane la gagwe mo motlheng o dinku di a bong di faletse ka one, le nna ke tlaa senka dinku tsa me jalo; ke tlaa di golola mo mafelong otlhe kwa di falaletseng teng mo motlheng wa maru le lefifi. Ke tlaa di ntsha mo ditšhabeng, ke tlaa di phutha kwa mafatsheng, ke tlaa di lere mo lefatsheng le e leng la tsone; ke tlaa di fudisa mo dithabeng tsa Iseraele, fa meeding ya metsi, le mo mafelong otlhe a lefatshe a a ntsweng.

Ezekiel 37:12-13

Ke gone perofesa, o ba reye o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa katolola diphupu tsa lona, ke tlaa lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me; mme ke tlaa lo isa kwa lefatsheng la Iseraele. Mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa ke sena go katolola diphupu tsa lona, le ke sena go lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me.

Daniel 2:28

Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme one o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tlaa dirafalang mo metlheng ya kwa bofelong. Toro ya gago, le diponatshegelo tsa tlhogo ya gago mo bolaong jwa gago ke tse:

Daniel 2:31-35

“Wena kgosi, o ne wa leba, mme bonang, ga bo go le setshwantsho se segolo. Setshwantsho seo sa ema fa pele ga gago, se nonofile thata, se bile se le phatsimo e e feteletseng; mme ponalo ya sone e ne e boitshega. Ka ga setshwantsho seo, tlhogo ya sone e ne e le gouta e e itshekileng, sehuba sa sone le mabogo a sone e ne e le selefera, mpa ya sone le dirope tsa sone e ne e le kgotlho; memo ya sone e ne e le tshipi, dinao tsa sone, ntlha nngwe e ne e le tshipi ntlha nngwe letsopa. Wa leba, ga tsamaya tshilo ya kabolwa e seng ka diatla, ya itaya setshwantsho mo dinaong tse e leng tsa tshipi le letsopa, mme la di thubaganya. Foo ga thubaganngwa tshipi le letsopa, le kgotlho le selefera, le gouta go le mmogo, mme tsa nna jaaka mmoko wa dibopi tsa pholelo tsa selemo; mme phefo ya di kgophola, mme di se ka tsa bonelwa bonno; tshilo eo e e iteileng setshwantsho, ya tla ya nna lefika le legolo, mme la tlala ka lefatshe lotlhe.

Daniel 2:36-39

“Ke yone toro; mme re tlaa bolela phuthololo ya yone fa pele ga kgosi. Wena kgosi, o kgosi ya dikgosi, yo Modimo wa legodimo o go neileng bogosi, le thata, le nonofo, le kgalalelo. Gongwe le gongwe kwa bana ba batho ba agileng gone, diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi, o di tsentse mo seatleng sa gago, mme o go neile taolo mo go tsone tsotlhe; ke wena tlhogo ya gouta. Morago ga gago go tlaa tsoga bogosi jo bongwe jo bobotlana mo go wena; le bogosi jo bongwe jwa boraro e le jwa kgotlho, jo bo tlaa nnang le taolo mo lefatsheng lotlhe.

Daniel 2:40-43

Bogosi jwa bone bo tlaa nna thata jaaka tshipi; ka tshipi e thubaganya, e fenya dilo tsotlhe; le jaaka tshipi e e thugang dilo tse tsotlhe, bo tlaa thubaganya bo thuga jalo. “E re ka o bonye dinao le menwana ya tsone, ntlha nngwe e le letsopa la mmopi, le ntlha e nngwe e le tshipi, e tlaa nna bogosi jo bo kgaoganyeng; mme go tlaa nna mo go jone thata ya tshipi, ka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga. E re ka menwana ya dinao e ne e le tshipi ntlha nngwe, le letsopa ntlha nngwe, jalo fela bogosi bo tlaa nna thata ntlha nngwe, le ntlha nngwe bo nne sepha. Mme ereka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga, ba tlaa itlhakanya le losika lwa batho; mme ga ba ketla ba ngaparelana, fela jaaka tshipi e se ke e kgomaragana le letsopa.

Daniel 2:44-45

E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng. Ereka o bonye fa tshilo e kabotswe mo thabeng e seng ka diatla, le gone ya thubaganya tshipi, le kgotlho, le letsopa, le selefera, le gouta; Modimo o mogolo o itsisitse kgosi se se tlaa namang se dirafala, mme toro e tlhomame, le phuthololo ya yone ke ya mmaanete.”

Daniel 7:2-8

Daniele a bua, a re: “Ka leba mo ponatshegelong ya me go le bosigo, mme bonang, diphefo tse nne tsa legodimo tsa photsega mo lewatleng le legolo. Mme ga tlhatloga ditshedi di le nne tse ditona mo lewatleng, go se na sepe se se tshwanang le se sengwe. Sa ntlha se ne se tshwana le tau, mme sa bo se na le diphuka tsa ntswi yo motona. Ka leba ga tsamaya diphuka tsa sone tsa khumolwa, mme sa tsholediwa fa fatshe, sa emisiwa ka dinao di le pedi jaaka motho, mme sa newa pelo ya motho. “Bonang, setshedi se sengwe, e le sa bobedi, se tshwana le bera, mme sa bo se tsholeletsegile lotlhakore lo longwe, mme go le dikgopo di le tharo mo ganong la sone gare ga meno a sone. Mme ba se raya jaana, ba re: ‘Nanoga, o je nama thata.’ “Morago ga moo ka leba, mme bonang se sengwe, se tshwana le nkwe, se na le diphuka di le nne tsa nonyane mo mokwatleng wa sone; setshedi seo se ne se bile se na le ditlhogo di le nne; mme sa newa puso. “Morago ga moo ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bonang, setshedi se sengwe sa bone, e le se se boitshegang, se se nonofileng, se le thata e e feteletseng; mme se ne se na le meno a magolo a tshipi; mme sa suputsa, sa thubaganya, mme mo go setseng sa gataka ka maroo; se ne se sa tshwane le sepe sa ditshedi tse di tsileng pele ga sone; sa bo se na le dinaka di le some. Ka akanya dinaka, mme bonang, ga tlhoga lonaka lo longwe gare ga tsone, e le lo lonnye, lo di le tharo tsa dinaka tsa pele tsa khumolwa ka metswe fa pele ga lone; mme bonang, mo lonakeng loo ga bo go le matlho a a tshwanang le matlho a motho, le molomo o o buang dilo tse dikgolo.

Daniel 7:9-10

“Ka nna ka leba ga tsamaya ga bewa ditulo tsa bogosi, mme ga dula mongwe yo o leng mogologolo; diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko; le moriri wa tlhogo ya gagwe o ntse jaaka bobowa jwa nku jo bo itshekileng; setulo sa gagwe sa bogosi, e le dikgabo tsa molelo, le maotwana a sone a a dikologang e le molelo o o tukang. Ga pomponyega nokana ya molelo e elela e tswa fa pele ga gagwe; ba ba makgolokgolo ba ne ba mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ema fa pele ga gagwe; tsheko ya bewa, le dikwalo tsa petlekwa.

Daniel 7:11-12

“Ka leba ka lobaka loo ka ntlha ya lentswe la mafoko a magolo a lonaka lo a buang; ka nna ka leba fela ga tsamaya setshedi seo sa bolawa, le setoto sa sone sa senngwa, sa neelwa molelo go fisiwa. Ka ga ditshedi tse dingwe, puso ya tsone ya tlosiwa; le fa go ntse jalo botshelo jwa tsone jwa lelefadiwa ka motlha le lobaka.

Daniel 7:13-14

“Ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bonang, ga tla mo marung a legodimo mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho, a tla fela kwa go yo mogologolo, mme ba mo atametsa fa pele ga gagwe. A newa puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle; puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, e e se ketlang e feta, le bogosi jwa gagwe ke jo bo se ketlang bo senngwa.

Daniel 7:17-18

‘Ditshedi tse ditona tseo tse nne, ke dikgosi di le nne, tse di tlaa tsogang mo lefatsheng. Baitshepi ba Mogodimodimo ba tlaa amogela bogosi, ba tlaa rua bogosi ka bosakhutleng e bong ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’

Daniel 7:19-22

“Foo ka eletsa go itse boammaaruri ka ga setshedi sa bone, se se sa tshwaneng le tse dingwe tsotlhe, e le se se boitshegang thata, se meno a sone a neng e le tshipi, le dinala tsa sone kgotlho; se se neng se suputsa, se robaka, se gataka mo go setseng ka maroo a sone. Ka ga dinaka tse some tse di mo tlhogong ya sone, le lonaka lo longwe lo lo tlhogileng, lo tse tharo di wetseng fa pele ga lone; e bong lonaka lo lo nang le matlho, le molomo o o buang dilo tse dikgolo, le go leba ga lone go ne go le gogolo bogolo go dilekane tsa lone. Ka leba, mme lonaka loo lwa tlhabana le baitshepi, mme lwa ba fenya; ga tsamaya yo mogologolo wa metlha a tla, mme ga atlholelwa baitshepi ba Mogodimodimo; mme lobaka lwa fitlha lwa baitshepi go rua bogosi.

Daniel 7:23-27

“A bua jaana, a re: ‘Setshedi sa bone e tlaa nna bogosi jwa bone mo lefatsheng, jo bo tlaa nnang bo sele mo magosing otlhe, mme bo tlaa suputsa lefatshe lotlhe, bo tlaa le gataka, bo le thubaganya. Ka ga dinaka tse some, dikgosi di le some di tlaa tsoga mo bogosing jo; e nngwe e tlaa tsoga morago ga tsone; e tlaa nna e sele mo go tsa pele, mme e tlaa gatela dikgosi di le tharo. E tlaa bua mafoko a a nyatsang Mogodimodimo, e tlaa lapisetsa ruri baitshepi ba Mogodimodimo; e tlaa solofela go fetola metlha le molao; mme ba tlaa tsenngwa mo seatleng sa yone go ba go tla ga feta motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha. “ ‘Tsheko e tlaa dula, mme ba tlaa e tlosetsa puso, go e nyeletsa le go e senya go ya kwa bokhutlong. Mme bogosi le puso, le bogolo jwa magosi a a tlase ga legodimo lotlhe, bo tlaa newa ba ga bone baitshepi ba Mogodimodimo; bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo sa khutleng, le dipuso tsotlhe di tlaa mo direla, di ineela mo go ene.’

Daniel 8:9-14

Mo go longwe lwa tsone ga tswa lonakana lo lo golelang thata kwa ntlheng ya borwa, le ntlheng ya botlhabatsatsi, le ntlheng ya lefatshe le lentlentle. Mme lwa gola thata, lwa ba lwa fitlha le kwa bontsintsing jwa legodimo; mme dingwe tsa bontsintsi joo le tsa dinaledi ya di latlhela fa fatshe, ya ba ya di gataka. Ee, ya ikgodisa ya ba ya fitlha kwa kgosaneng ya bontsintsi; ya e tlosetsa tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe, le bonno jwa felo ga yone ga boitshepo jwa digelwa fa fatshe. Ya neelwa bontsintsi, le yone tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe ya e neelwa ka ntlha ya tlolo; ya digela boammaaruri fa fatshe, ya dira se e se ratang, mme ya tlhogonolofala. Foo ka utlwa moitshepi mongwe a bua; moitshepi yo mongwe a raya moitshepi yo o buang, a re: “Ana ponatshegelo ka ga tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe, le tlolo e e swafatsang, e tlaa nna ka lobaka lo lo kae, ya felo ga boitshepo le bontsintsi go gatakwa?” A nthaya a re: “Ke go ya go fetisa maitsebowa le meso e le 2 300; foo felo ga boitshepo go tlaa ntlafadiwa.”

Daniel 8:15-19

Ga dirala, e rile nna Daniele ke sena go bona ponatshegelo, ka leka go se tlhaloganya; mme bonang, ga bo ga eme fa pele ga me e kete ponalo ya monna. Ka utlwa lentswe la motho gare ga dimota tsa Ulai le goa, le re: “Gaberiele, tlhaloganyetsa monna yo ponatshegelo.” Jalo a atamela fa ke emeng teng; mme ya re a tla, ka boifa, ka wela ka sefatlhogo fa fatshe; mme a nthaya a re: “Morwa motho tlhaloganya; gonne ponatshegelo ke ya lobaka lwa kwa bokhutlong.” Jaana ya re a sa ntse a bua le nna, ka thulamela, sefatlhogo sa me se le fa fatshe; mme a nkama, a nkemisa. A re: “Bona, ke tlaa go itsise se se tlaa nnang mo lobakeng lwa morago lwa tšhakgalo, gonne ke sa lobaka lo lo laotsweng lwa bokhutlo.

Daniel 8:23-26

“E tlaa re mo motlheng wa morago wa bogosi jwa tsone, mogang batlodi ba sena go tlatsa ditlolo, kgosi nngwe e e sefatlhogo se se bogale, e e lepololang dinyoba tse di lefifi, e tlaa ema. Nonofo ya yone e tlaa nna kgolo, mme e seng ka nonofo ya yone tota; e tlaa senya kgakgamatso, mme e tlaa tlhogonolofala, e ba e dira se e se ratang; mme e tlaa senya banonofi le batho ba ba itshepileng. Boferefere bo tlaa tlhogonolofala mo seatleng sa yone ka botlhale jwa yone; e tlaa ikgodisa mo pelong, e tlaa senya batho ba le bantsi mo go iketleng ga bone, le gone e tlaa tsogela e emalana le kgosana ya dikgosana; mme e tlaa thujwa e seng ka letsogo. Ponatshegelo ya maitseboeng le meso e e boletsweng e ammaaruri; mme wena tswalela ponatshegelo, gonne ke ya metlha e le mentsi e e tlang.”

Daniel 9:24-27

“Batho ba gaeno le motse wa gaeno o o boitshepo, go laoletswe dibeke di le 70, tsa go wetsa tlolo, le go khutlisa maleo, le go direla boikepo tetlanyo, le go tsenya tshiamo e e sa khutleng, le go kanela ponatshegelo le perofeso, le go tlotsa felo ga boitshepo mo go itshepileng. Ke gone itse, o lemoge go re, go thaega ga go tswa ga taolo ya go šafatsa le go aga Jerusalema go ya go fitlha mo go yo o tloditsweng e bong kgosana, e tlaa nna dibeke di supa; le dibeke di le 62, mme o tlaa ba o agiwa gape, ka mmila le mosele e bong mo metlheng ya diphuduego. E tlaa re dibeke tse di 62 di sena go feta, yo o tloditsweng o tlaa kgaolwa, mme o tlaa bo a se na sepe; mme batho ba kgosana e e tlaa tlang ba tlaa senya motse le felo ga boitshepo; mme bokhutlo jwa teng bo tlaa dirana le morwalela, mme go ya fela kwa bokhutlong go tlaa nna ntwa; ditshwafatso di laotswe. E tlaa dira kgolagano e e tlhomameng le bantsi ka beke e le nngwe fela; mme ka bontlha nngwe jwa beke e tlaa khutlisa setlhabelo le seromololo; mme mo phukeng ya dilo tse di makgapha go tlaa tla mongwe yo o swafatsang; le go ya fela kwa bofelelong, e bile e le jo bo laotsweng, bogale bo tlaa thelwa mo moswafatsing.”

Daniel 10:14

Jaana ke tsile go go tlhaloganyetsa se se tlaa dirafalelang batho ba gaeno mo metlheng ya bofelo; gonne ponatshegelo e sa na le malatsi a le mantsi.”

Daniel 11:27-28

Ka ga dikgosi tse tsoo pedi, pelo tsa tsone di tlaa bo di laotse go senya, di tlaa bua maaka fa lomating lo le longwe fela lwa bojelo; mme ga go ketla go tlhogonolofala; gonne bokhutlo bo tlaa nama bo nna ka lobaka lo lo laotsweng. Foo o tlaa boela lefatsheng la ga gabo ka thoto e le tona; mme pelo ya gagwe e tlaa tlhabana le kgolagano e e itshepileng; mme o tlaa dira go rata ga gagwe, a itse go boela lefatsheng la ga gabo.

Daniel 11:29-34

“E tlaa re mo lobakeng lo lo laotsweng o tlaa boa, a ya kwa borwa; mme mo motlheng wa morago ga go ketla go nna jaaka mo motlheng wa pele. Gonne dikepe tsa Kitime di tlaa tla go tlhabana nae; ke gone ka moo o tlaa hutsafalang, mme o tlaa boa, o tlaa galefela kgolagano e e itshepileng, mme o tlaa dira se o se ratang; mme o tlaa boa fela, mme o tlhokomela bone ba ba latlhileng kgolagano e e itshepileng. Dibolao di tlaa nna ntlheng ya gagwe, mme ba tlaa tlhapatsa felo ga boitshepo, e bong kago ya tlhabanelo, mme ba tlaa tlosa tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe, mme ba tlaa tlhoma makgapha a a swafatsang. Ba ba ikepang ka ga kgolagano, o tlaa ba timetsa ka mafoko a a borethe; mme batho ba ba itseng Modimo wa bone ba tlaa nna thata, ba tlaa dira ditiro tse dikgolo. “Ba ba botlhale mo bathong ba tlaa ruta batho ba le bantsi; le fa go ntse jalo ba tlaa wa ka tšhaka le ka kgabo ya molelo, ka botshwaro, le ka go thopiwa ka malatsi a le mantsi. Jaana e tlaa re ba wa, ba tlaa thusiwa ka thusonyana; le batho ba le bantsi ba tlaa ikopanya nabo ka mafoko a a borethe.

Daniel 11:35

Bangwe ba bone ba ba botlhale ba tlaa wa, gore ba itshekisiwe, le gore ba nne bantle, le go ba sweufatsa, go ya go fitlha mo lobakeng lwa bokhutlo; gonne go sa ntse go le ga lobaka lo lo laotsweng.

Daniel 11:36-39

“Kgosi e tlaa dira ka fa go rateng ga yone; e tlaa itsholetsa e itira mogolo bogolo go medimo yotlhe, e tlaa bua dilo tse di gakgamatsang ka ga Modimo wa medimo; e tlaa tlhogonolofala go tsamaya tšhakgalo e dirafale; gonne se se laotsweng se tlaa dirwa. Le gone ga e ketla e tlhokomela medimo ya borraa yone, le fa e le keletso ya basadi, le fa e le go tlhokomela modimo ope; gonne e tlaa ikgodisa godimo ga botlhe. Kwa ga yone e tlaa tlotla modimo wa dikago tsa tlhabanelo; mme modimo mongwe o borraa yone ba ne ba sa o itse e tlaa o tlotla ka gouta le ka selefera, le ka majana a a tlhokegang le ka dilo tse di eletsegang. E tlaa direla dikago tsa tlhabanelo tse di thata bogolo ka thuso ya modimo mongwe wa seeng; le fa e le mang yo o ipolelang yone, e tlaa mo godisa ka kgalalelo; e tlaa ba laodisa batho ba le bantsi, mme e tlaa aba lefatshe ka tuelo.

Daniel 11:40-45

“E tlaa re mo motlheng wa bokhutlo kgosi ya borwa e tlaa ganela nayo; mme kgosi ya botsheka e tlaa tla go tlhabana le yone jaaka setsuatsue ka dikara, le ka bapalami ba dipitse, le ka dikepe di le dintsi; e tlaa tsena mo mafatsheng, e tlaa farafara e ralala. E bile e tlaa tsena le mo lefatsheng le le galalelang, mme mafatshe a le mantsi a tlaa ribegediwa; mme mafatshe a, a tlaa gololwa mo seatleng sa yone, e bong Edome, le Moabe, le ditlhogo tsa bana ba Amone. Gape e tlaa otlololela mafatshe letsogo la yone; le lefatshe la Egepeto ga le ketla le falola. E tlaa nna le taolo mo dikhumong tsa gouta le selefera, le mo dilong tsotlhe tse di tlhokegang tsa Egepeto; le Balebia le Baethiopia ba tlaa nna fa dikgatong tsa yone. Ditumedi tse di tswang ntlheng ya botlhabatsatsi le ntlheng ya botsheka di tlaa e hudua; e tlaa bolola ka tšararego e kgolo, e ya go senya le go tlosetsa ruri batho ba le bantsi. E tlaa tlhoma megope ya ntlo ya yone ya bogosi fa gare ga lewatle le thaba e e boitshepo e e galalelang; le fa go ntse jalo e tlaa fitlha mo bokhutlong jwa yone, mme go se ope yo o tlaa e thusang.

Daniel 12:1-4

“E tlaa re mo motlheng oo go tlaa ema Mikaele, kgosana e kgolo e e emelang bana ba batho ba gaeno; go tlaa nna motlha wa khuduego, o e sa leng ka go nna morafe le go tla mo go lone lobaka loo, go ise go ke go nne ope o o ntseng jalo; mo motlheng oo batho ba gaeno ba tlaa gololwa, mongwe le mongwe yo o tlaa fitlhelwang a kwadilwe mo lokwalong. Le bantsi mo go bone ba ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe ba tlaa kubuga, bangwe ba tlaa kubugela botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe ba kubugela ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng. Ba ba botlhale ba tlaa phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo ya loapi; le ba ba sokololelang bontsi kwa tshiamong ba tlaa phatsima jaaka dinaledi ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Wena, Daniele, tswalela mafoko, o kanele lokwalo, go ya go fitlha fela kwa motlheng wa bokhutlo; batho bantsi ba tlaa taboga tabogela kwa le kwa, mme kitso e tlaa totafala.”

Daniel 12:5-7

Foo nna Daniele ka leba, mme bonang, ga bo go eme ba bangwe ba le babedi, yo mongwe fa lomoteng lwa noka moseja ono, le yo mongwe fa lomoteng lwa noka mosejeng ole. Yo mongwe a raya monna yo o apereng leloba, yo o okameng metsi a noka a re: “E tlaa nna lobaka lo lokaye go ya bokhutlong jwa dikgakgamatso tse?” Mme ka utlwa monna yo o apereng leloba, yo o okameng metsi a noka, ka a tsholeletsa legodimong seatla sa gagwe se segolo, le seatla sa gagwe sa molema, mme a ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, a re: “Go tlaa nna ka motlha le metlha, le bontlhanngwe jwa motlha; e tlaa re ba sena go wetsa go thubaganya thata ya batho ba ba boitshepo, dilo tsotlhe tse di tlaa bo di weditswe.”

Daniel 12:8-10

Mme ka utlwa, mme ga ke a ka ka tlhaloganya. Foo ka re: “Morena wa me, bofelelo jwa dilo tse e tlaa nna eng?” Mme a re: “Daniele, tsamaya fela, gonne mafoko a tswaletswe, a kaneletswe go ya go fitlha mo motlheng wa bokhutlo. Batho bantsi ba tlaa iitshepisa, ba itshweufatsa, mme ba tlaa itshekisiwa; baikepi ba tlaa dira ka boikepo; mme ga go na ope wa baikepi yo o tlaa tlhaloganyang; ba ba botlhale bone, ba tlaa tlhaloganya.

Daniel 12:11-13

“Go tloga mo lobakeng lo tshupelo e e fisiwang ya ka metlha yotlhe e tlosiwang ka lone, le makgapha a a swafatsang a tlhongwang ka lone, go tlaa nna malatsi a le 1 290. Go sego ene yo o lebeletseng, mme a ya go fitlha mo malatsing a a 1 335. “Mme wena, tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle; gonne o tlaa ikhutsa, mme o tlaa ema mo kabelong ya gago kwa bokhutlong jwa metlha.”

Hosea 2:16

Go tlaa nna mo motlheng oo, go bua Jehofa, gore, o tlaa nthaya leina o re: ‘Iši’; mme ga o ketla o tlhola o mpitsa, ‘Baale’.

Joel 2:1-11

Letsang lonaka mo Sione, lo openg mokgosi wa tshoso mo thabeng ya me e e boitshepo; a banni botlhe ba lefatshe ba rorome; gonne motlha wa ga Jehofa o etla, gonne o fa gaufi. Motlha wa lefifi le letobo, motlha wa maru le lefifi le le kwenneng, jaaka bosa fa bo sela le dithaba; batho ba ba tšhaba e kgolo e e thata, ga go ise go ke go nne e e tshwanang nabo, le gone ga go ketla go tlhola go nna epe morago ga bone, go ya fela dinyageng tsa dikokomana di le dintsi. Molelo o laila fa pele ga bone; fa morago ga bone kgabo e a tuka; lefatshe le ntse jaaka tshimo ya Etene fa pele ga bone, mme morago ga bone ke naga e e swafetseng fela. Ee, ga go na sepe se se falotseng mo go bone. Ponalo ya bone e ntse jaaka ponalo ya dipitse; ba bile ba taboga jaaka bapalami ba dipitse. Go tlola ga bone go ntse jaaka modumo wa dikara, mo godimo ga dithaba go ntse jaaka modumo wa kgabo ya molelo fa e ja dirite, jaaka batho ba ba thata fa ba abetswe go tlhabana. Ditšhaba di mo tlalelong e e mahehe ka ntlha ya bone; difatlhogo tsotlhe di khwatile. Ba taboga jaaka batho ba ba nonofileng; ba palama lorako jaaka batlhabani; ba tsamaela gongwe botlhe mo ditseleng tsa bone, ga ba fapaane mo thulaganong ya bone. Le gone mongwe ga a kgorometse yo mongwe; ba tsamaela gongwe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, ba sotlhomele mo dibolaong fela ka thata, ga ba kgaogane mo go sepeleng ga bone. Ba tlolele mo motseng; ba taboge mo godimo ga lorako; ba palamele mo matlong; ba tsene ka fa diponeng jaaka legodu. Lefatshe le reketle fa pele ga bone; magodimo a rorome, letsatsi le fifale le kgwedi, le dinaledi di gonyetse phatsimo ya tsone. Jehofa o ntsha lentswe la gagwe fa pele ga ntwa ya gagwe; gonne ntwa ya gagwe e e tlhaolelang e kgolo thata; gonne go thata yo o dirafatsang lefoko la gagwe. Gonne motlha wa ga Jehofa o mogolo, o boitshega thata; mme e mang yo o ka o itshokelang?

Joel 2:28-29

“Go tlaa dirala morago ga mo, go re ke thele mowa wa me mo bathong botlhe; bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tlaa perofesa, banna bagolo ba lona ba tlaa lora ditoro, makau a lona a tlaa bona diponatshegelo. Le mo batlhankeng le mo malateng ke tlaa thela mowa wa me mo metlheng eo.

Joel 2:30-32

Ke tlaa bonatsa dikgakgamatso mo magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo, le dithogomosi tsa mosi. Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi le kgwedi madi, pele motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle. Go tlaa dirala go re, le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa; gonne mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema go tlaa nna ba ba falolang, jaaka Jehofa a buile, le mo masaleleng go tlaa nna bone ba Jehofa o ba bitsang.

Joel 3:13-16

Tsenyang thipa ya mabele, gonne mabele a budule. Tlang, lo gate; gonne kgatisetso ya bojalwa jwa mofine e tletse; didibeletso di a penologa; gonne boikepo jwa bone bo bogolo. A bontsintsi, bontsintsi jwa batho mo molapong wa katlholelo! Gonne motlha wa ga Jehofa o atametse mo molapong wa katlholelo. Letsatsi le fifetse, le kgwedi, le dinaledi di gonyetse go phatsima ga tsone. Mme Jehofa o tlaa kgaratla a le mo Sione, o tlaa ntsha lentswe a le mo Jerusalema, magodimo a tlaa tlakasela le lefatshe. Mme Jehofa o tlaa nna botshabelo jwa batho ba gagwe, le kago e e thata ya phemelo mo baneng ba Iseraele.

Joel 3:17-21

“Jalo lo tlaa itse fa ke le Jehofa Modimo wa lona; ke agile mo Sione, thaba ya me e e boitshepo. Foo Jerusalema o tlaa nna boitshepo, mme ga o ketla o tlhola o ralalwa ke baeng. “Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re dithaba di tlaa rotha bojalwa jwa mofine jo bo monate, makhubu a tlaa elela maši, melatswana yotlhe ya Juta e tlaa elela metsi; le motswedi o tlaa tswa mo ntlong ya ga Jehofa, o nosa mokgatšha wa Shitime. Egepeto o tlaa nna tshwafalo, le Etome o tlaa nna naga fela e e swafetseng, ka ntlha ya tshenyo e e diretsweng bana ba Juta, ka ba tsholotse madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone. Juta o tlaa nna ka bosakhutleng, le Jerusalema go ya mo tshikatshikeng. Mme ke tlaa tlhapisa madi a bone a ke iseng ke a tlhapise;” gonne Jehofa o agile mo Sione.

Micah 4:1-4

Mo metlheng ya morago go tlaa dirala go re, thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhomamisiwa mo tlhoreng tsa dithaba, e tlaa golediwa mo godimo ga makhubu; mme ditšhaba di tlaa sailela kwa go yone. Merafe e le mentsi e tlaa fitlha, e re: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; o tlaa re ruta ditsela tsa one, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa one; gonne molao o tlaa tswa mo Sione, le lefoko la ga Jehofa mo Jerusalema.” O tlaa atlhola fa gare ga ditšhaba di le dintsi, o tlaa kgalemela merafe e e thata e e kwa kgakala; mme ba tlaa thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tse di segang mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe o mongwe tšhaka, le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta ntwa gope. Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o se buile.

Zephaniah 1:14-18

Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi, le gaufi le akofa thata, e bong kodu ya letsatsi la ga Jehofa; motho wa seganka o gala mo go botlhoko gone. Letsatsi leo ke letsatsi la go goa, letsatsi la tlalelo le pitlagano, letsatsi la kgakgabalo le tshwafalo, letsatsi la lefifi le letobo, letsatsi la maru le lefifi le le kwenneng. Letsatsi la lonaka go lela, le mokgosi wa tshoso, go lelela metse e e thekeleditsweng, dikago tse di mo godimo ga dithako. “Ke tlaa lere pitlagano mo bathong, go tla ba sepela jaaka difofu, gonne ke leofetse Jehofa; le madi a bone a tlaa tshololwa jaaka lorole, le nama ya bone jaaka letshotelo.” Go le selefera sa bone le gouta ya bone, ga di kake tsa ba golola mo motlheng wa bogale jwa ga Jehofa; mme lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la gagwe; gonne o tlaa dira bokhutlo, ee, bokhutlo jo bo boitshegang jwa botlhe ba ba agileng mo lefatsheng.

Zephaniah 3:8

“Ke gone, ntetang,” go bua Jehofa, “go tsamaya letsatsi le fitlha le ke tlaa nanogelang thopo ka lone; gonne boikaelelo jwa me ke go phutha merafe, gore ke kokoanye magosi, go tla ke gorometsa tšhakgalo ya me mo go one, e bong bogale jwa me jotlhe jo bo fisang; gonne lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la me.

Zephaniah 3:9

“Gonne foo ke tlaa fetolela ditšhaba puo e e itshekileng, gore ba bitse leina la ga Jehofa, go tla ba mo direla ka tumalano e le ngwe fela.

Haggai 2:6-9

“Gonne Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘E tlaa nama e nna gangwe fela, ke lobakanyana fela, mme ke tlaa reketlisa magodimo, le lefatshe le lewatle le lefatshe la komelelo. Ke tlaa reketlisa merafe yotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe di tlaa tla, mme ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo,’ go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Selefera ke ya me, le gouta ke ya me,’ go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele,’ go bua Jehofa wa masomosomo; ‘ke tlaa aba kagiso mo felong fa,’ go bua Jehofa wa masomosomo.”

Zechariah 14:1-3

Go tla motlha mongwe wa ga Jehofa, mogang thopo ya gago e tlaa kgaoganngwang mo gare ga gago. “Gonne ke tlaa phuthela merafe yotlhe kwa Jerusalema, e tla go tlhabana nao; motse o tlaa gapiwa le matlo a tlaa hukudiwa, basadi ba tlaa betelelwa ka thata; bontlhanngwe jwa motse bo tlaa ya botshwarong, mme masalela a batho ga a ketla a kgaolwa mo motseng.” Foo Jehofa o tlaa bolola a ya go tlhabana le merafe eo, jaaka jale a kile a tlhabana mo motlheng wa tlhabano.

Zechariah 14:4-8

Mo motlheng oo dinao tsa gagwe di tlaa ema mo thabeng ya Matlhware e e lebaganyeng le Jerusalema, ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, mme Thaba ya Matlhware e tlaa fatogana ka bogare bolebana le botlhabatsatsi le bophirimatsatsi, mme go tlaa nna mogogoro o mogolo; bontlhanngwe jwa thaba bo tlaa sutela ntlheng ya botsheka, le bontlhanngwe ntlheng ya borwa. Lo tlaa tshaba le mogogoro wa dithaba tsa me; gonne mogogoro wa dithaba o tlaa ditlha kwa Asale; ee, lo tlaa tshaba jaaka lo kile lwa tshaba fa pele ga thoromo ya lefatshe mo metlheng ya ga Usia kgosi ya Juta; mme Jehofa Modimo wa me o tlaa tla, le baitshepi botlhe nao. Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, lesedi ga le ketla le nna ka phatsimo le ka lotobo; mme e tlaa nna letsatsi le le lengwe fela le le itsiweng ke Jehofa; e seng motshegare, le e seng bosigo; mme go tlaa dirala, go re, e re ka lotlatlana lwa maitsebowa go tlaa bo go le lesedi. Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, metsi a a tshedileng a tlaa tswa mo Jerusalema; bontlhanngwe jwa one bo tlaa leba lewatle la botlhabatsatsi, le bontlhanngwe jwa one bo lebe lewatle la bophirimatsatsi; go tlaa nna jalo selemo le mariga.

Zechariah 14:9

Jehofa o tlaa nna kgosi ya lefatshe lotlhe; mo motlheng oo, o tlaa nna mongwe fela, le leina la gagwe lengwe fela.

Zechariah 14:10-15

Lefatshe le tlaa fetolwa le nna jaaka Araba, go tswa Geba go ya Rimona, go pota Jerusalema ntlheng ya borwa; mme o tlaa tsholediwa, o tlaa aga mo felong ga gagwe, go tswa kgorong ya ga Benjamine, go ya felong ga kgoro ya ntlha, go ya kgorong ya kgokgotsho, le go tswa kagong e e godileng ya ga Hananele go ya dikgatisetsong tsa kgosi. Batho ba tlaa aga mo go one, mme ga go ketla go nna phutso epe; mme Jerusalema o tlaa nna mo polokegong. E ke yone petso e Jehofa o tlaa betsang ka yone ditšhaba tsotlhe tse di tlhabanyeng le Jerusalema; nama ya bone e tlaa jega ba sa ntse ba eme ka dinao, matlho a bone a tlaa jega mo kgapeng tsa one, le loleme lwa bone lo tlaa jega mo melomong ya bone. Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, go tlaa nna pheretlho e kgolo, mo go bone, e e tswang kwa go Jehofa; mongwe le mongwe o tlaa tshwara wa ga gabo ka letsogo, mme letsogo la gagwe le tlaa tsogela letsogo la wa ga gabo. Le Juta o tlaa tlhabana kwa Jerusalema; mme khumo ya merafe yotlhe mo tikologong e tlaa phuthwa: gouta, selefera, le diaparo ka letlotlo le legolo. Mme petso ya pitse e tlaa nna jalo, ya mmoulo, ya kamela, ya esela, le ya ditshedi tsotlhe tse di tlaa bong di le mo mathibelelong ao, e tlaa nna jaaka petso e.

Zechariah 14:16-19

Go tlaa dirala go re, mongwe le mongwe yo o setseng wa merafe yotlhe e e neng e tsile go tlhasela Jerusalema, o tlaa ya ka ngwaga le ngwaga go obamela Kgosi, Jehofa wa masomosomo, le go dira modiro wa diobo. Go tlaa dirala, go re, le fa e le mang wa ditshika tsa lefatshe yo o sa tlhatlogelang kwa Jerusalema a ya go obamela Kgosi, Jehofa wa masomosomo, ga go ketla go nna pula mo ga bone. Fa losika lwa Egepeto lo sa tlhatloge, mme ba sa tle, le mo go bone ga e ketla e na; go tlaa nna sebetso se Jehofa o tlaa betsang ka sone merafe e e sa yeng go dira modiro wa diobo. E tlaa nna yone petso ya Egepeto, le petso ya merafe yotlhe e e sa yeng go dira modiro wa diobo.

Zechariah 14:20-21

Mo motlheng oo go tlaa kwalwa mo dikolokwaneng tsa dipitse go twe: BOITSHEPELO JEHOFA; le dipitsa mo ntlong ya ga Jehofa di tlaa tshwana le megopo e e fa pele ga sebeso. Ee, dipitsa tsotlhe tse di mo Jerusalema, le tse di mo Juta, di tlaa nna boitshepelo Jehofa wa masomosomo; mme botlhe ba ba isang setlhabelo ba tlaa tla ba tsaya ga tsone, ba apaya ka tsone; mme mo motlheng oo ga go ketla go tlhola go nna le Mokanana mo ntlong ya ga Jehofa wa masomosomo.

Malachi 3:2-3

Mme e mang yo o ka itshokelang motlha wa go tla ga gagwe? E mang yo o tlaa emang mogang o bonalang? Gonne o ntse jaaka molelo wa moitshekisi le jaaka molora wa moupeledi. O tlaa dula jaaka moitshekisi le montlafatsi wa selefera, o tlaa ntlafatsa bomorwa Lefi, o tlaa ba ntlafatsa jaaka gouta le selefera; mme ba tlaa isetsa Jehofa ditshupelo mo tshiamong.

Matthew 13:38-43

tshimo ke lefatshe; peo e e molemo yone ke bana ba bogosi; mme mohoka ke bana ba yo o bosula; mmaba yo o ba jadileng ke diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele. Ke gone jaaka mohoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo; go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe. Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang; mme ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng. Foo basiami ba tlaa betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe a a utlwe.

Matthew 13:47-50

“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le lotloa lo lo digetsweng mo lewatleng, mme lwa gogoba ga ditshika tsotlhe tsa ditlhapi; lo e rileng lo sena go tlala ba lo gogela fa thoko; ba dula ba tlhophela tse di monate mo megopeng, mme tse di bosula ba di latlha. Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng, ba ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

Matthew 16:2-3

Mme a ba fetola a re: “E a re fa go le maitseboa, lo a tle lo re: ‘Go tlaa tsoga go sele; ka legodimo le le lehibidu.’ E re ka moso lo re: ‘Go tlaa tsoga go sele; ka legodimo le le lehibidu le bontsho.’ Lo itse go lemoga ponalo ya legodimo; mme lo palelwa ke go re metlha e kaela kae

Matthew 16:27-28

Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe. Ammaaruri ke a lo raya: Go bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se ketlang ba utlwa loso gope, go tsamaya ba bona Morwa Motho a tla mo bogosing jwa gagwe pele.”

Matthew 19:28

Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re: Lona ba lo ntshetseng morago, e tlaa re mo Bošafatsong jwa dilo tsotlhe, fa Morwa Motho a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo, le lona lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.

Matthew 24:3-8

Mme e rile a dutse mo Thoteng ya Lotlhware, barutwa ba gagwe ba ya kwa go ene kwa thoko, ba re: “Re bolelele gore dilo tse di tlaa dirafala leng? Sesupo e tlaa nna eng sa go tla ga gago, le sa bokhutlo jwa lefatshe?” Jesu a ba fetola a re: “Lo itise gore ope a se ka a lo timetsa. Gonne batho ba le bantsi ba tlaa tla ka leina la me ba re: ‘Ke nna Keresete;’ mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi. Mme lo tlaa utlwela dintwa, le medumo ya dintwa; lo bone gore lo se ka lwa kgoberega, gonne dilo tse di na le go dirafala; mme e bo e ise e nne bokhutlo. Gonne morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; go tlaa nna meswele, le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe. Dilo tsotlhe tse, ke tshimologo ya botlhoko jwa pelega.

Matthew 24:9-14

“Ke gone ba tlaa lo tsenyang mo dipitlaganong, ba lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke merafe yotlhe, ka ntlha ya leina la me. Foo ba le bantsi ba tlaa kgopiwa, ba tlaa okana ba ilana. Baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tlaa tsoga, mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi. E tlaa re ka boikepo bo tlaa bo bo ntsifetse, lorato lwa bontsi bogolo lo tlaa tsidifala. Mme yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa. Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.

Matthew 24:15-22

“Ke gone e tlaa reng lo bona se se makgapha a a swafatsang, se se boletsweng ke moperofeti Daniele, se eme mo felong ga boitshepo, a yo o balang a tlhaloganye. Foo ba ba mo Jutea ba tshabele kwa dithabeng; yo o mo godimo ga ntlo, a a se fologele go ntsha dilwana tse di mo ntlong ya gagwe. Le ene yo o kwa mosimo, a se ka a boela go tsaya kobo ya gagwe. A bo go tlaa bo go latlhega ba ba imana, le ba ba amusang mo metlheng eo! Mme lo rapele gore tshabo ya lona e se ka ya nna mariga, le fa e le ka letsatsi la Sabata; gonne go tlaa nna sepitla se segolo mo metlheng eo, se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eno; nnyaa, le gone go se ketla go tlhola go nna jalo gope. Mme fa e ka bo metlha eo e se ka ya khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se nka a bolokwa; mme e tlaa re ka ntlha ya baitshenkedwi metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.

Matthew 24:23-28

“Foo e tlaa re fa mongwe a lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo, kgotsa, ke yole,’ lo se ka lwa dumela. Gonne go tlaa tsoga boKeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tlaa bonatsa ditshupo tse dikgolo, le dikgakgamatso; gore fa go ka nna jalo, ba timetse le ba e leng baitshenkedwi ka bosi. Bonang, ke lo boletletse go sa le gale. “Ke gone fa ba lo raya ba re: ‘Bonang, o kwa nageng,’ lo se ka lwa tswa. Fa ba re: ‘Bonang, o mo matlwaneng a a kwa teng,’ lo se ka lwa dumela. Gonne jaaka logadima lo tle lo gadime kwa botlhabatsatsi, mme lo bonale fela le kwa bophirimatsatsi; go tla ga Morwa Motho go tlaa nna fela jalo. “Gongwe le gongwe kwa setoto se leng teng, manong a tle a phuthegele teng.

Matthew 24:29-31

“Mme gautshwane, morago ga sepitla sa metlha eo, letsatsi le tlaa fifala, kgwedi le yone ga e ketla e ntsha lesedi la yone, dinaledi di tlaa wa kwa legodimong, le dinonofo tsa magodimo di tlaa reketlisiwa. Ke gone go tlaa bonalang sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo. O tlaa roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya lonaka, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa sekhutlong sengwe sa legodimo go ya go se sengwe.

Matthew 24:32-39

“Jaana ithuteng ka setlhare sa mofeige setshwantsho sa sone: E re fa kala ya sone e setse e le nana, e kukunya makakaba, lo bo lo itse fa selemo se atametse. Le lona fela jalo, e tlaa re lo bona dilo tsotlhe tse, lo bo lo itse fa a le gaufi, a le fela fa mejakong. Ammaaruri ke a lo raya: Losika lo ga lo ketla lo feta go tle go tsamaye dilo tsotlhe tse di dirafale pele. Legodimo le tlaa feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a ketla a feta. “Ka ga letsatsi leo le nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba legodimo, le fa e le morwa, fa e se Rara a le esi fela. Jaaka metlha ya ga Noa e ne e ntse, go tla ga Morwa Motho go tlaa nna fela jalo. Gonne jaaka go ne ga nna mo metlheng eo ya pele ga morwalela, ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba newa nyalong, go tla go fitlha mo tsatsing le Noa o tsenyeng mo ntlong e e kokobalang ka lone. Ba sa itse, morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gone go tlaa nna fela jalo.

Matthew 24:40-44

Foo banna ba le babedi ba tlaa bo ba le mo nageng; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe; basadi ba le babedi ba tlaa bo ba sila; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe. “Ke gone disang, gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tlaa tlang ka lone. Mme mo lo a go itse gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako ya bosigo e legodu le tlaa tlang ka yone, o ka bo a disitse, mme o ka bo a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe ya phunngwa. Ke gone, le lona nnang fela lo iketleeditse, gonne Morwa Motho o tlaa tla ka nako e lo sa mo solofeleng ka yone.

Matthew 24:45-51

“Ana, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale e a bo e le mang, yo morena wa gagwe o mo tlhomileng go laola ba ntlo ya gagwe, go ba abela dijo ka dipaka tse e leng tsone? Go sego motlhanka yo e tlaa reng morena wa gagwe a tla a mo fitlhele a ntse a dira jalo. Ammaaruri ke a lo raya, o tlaa mo tlhoma molaodi wa dilo tsotlhe tse o nang natso. Mme e tlaa re fa motlhanka yoo, yo o busula, a ka ithaya mo pelong ya gagwe a re: ‘Morena wa me o diegile;’ mme a simolola go betsa batlhanka ka ene, mme a ja, a nwa le matagwa, morena wa motlhanka yo o tlaa tla ka letsatsi le o sa mo lebeleleng ka lone, le ka nako e o sa e itseng. Mme o tlaa mo seola mo gogolo, a ba a mo laolela bonno le baitimokanyi; go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno teng.

Matthew 25:1-13

“Foo bogosi jwa legodimo bo tlaa tshwantshiwa le makgarebane a a lesome, a a kileng a tsaya dipone tsa one, a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi. A matlhano a one a bo a le dieleele, mme a matlhano a le botlhale. Gonne a a dieleele, e rile a tsaya dipone tsa one, a se ka a tsaya le lookwane. Mme a a botlhale, e rile a tsaya dipone tsa one, a ba a tsaya lookwane ka digwana tsa one. Jaana ya re monyadi a sa ntse a diegile, makgarebane a otsela otlhe, a robala. “Mme ya re bosigogare ga kuiwa ga twe: ‘Bonang, monyadi ke yo! Tswang lo ye go mo kgatlhantsha.’ Foo makgarebane ao a tsoga otlhe, a baakanya dipone tsa one. Mme a a dieleele a raya a a botlhale a re: ‘Re tsheleleng lookwane lwa lona, gonne dipone tsa rona di a tima.’ Mme a a botlhale a ba fetola a re: ‘Go ka tla ga se ka ga lekana rona le lona; bogolo yang kwa go ba ba rekisang, lo ithekele.’ Mme ya re a sa ntse a ile go reka, monyadi a tla; mme a a iketleeditseng a tsena nae mo modirong wa nyalo; mme mojako wa tswalwa. “Morago ga tla makgarebane a mangwe a re: ‘Morena, Morena, re bulele.’ Mme a ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, ga ke lo itse.’ “Ke gone disang, gonne ga lo itse letsatsi le fa e le nako!

Matthew 25:31-33

“E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe. Mme o tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi; dinku o tlaa di baya ka fa letsogong le legolo, mme dipodi ka fa go la molema.

Matthew 25:34-40

Foo Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, lwa mpha dijo; ka nyorwa, lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’ “Foo basiami ba tlaa mo fetola ba re: ‘Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa? Re go bonye leng o le moeng ra go tshola, gongwe o sa apara ra go apesa? Re go bonye leng o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra ya kwa go wena?’ Mme kgosi e tlaa ba fetola e ba raya e re: ‘Ammaaruri ke a lo raya: E re ka lo go diretse mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo go diretse nna.’

Matthew 25:41-46

“Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme ga lo a ka lwa mpha dijo; ka nyorwa, mme lwa se ka lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa se ka lwa ntshola; ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme ga lo a ka lwa ntirela.’ “Foo le bone ba tlaa mo fetola ba re: ‘Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, kgotsa lenyora, kgotsa o le moeng, kgotsa o sa apara, kgotsa o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra se ka ra go direla?’ Foo o tlaa ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, e re ka lo se ka lwa go direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa go ntirela.’ Mme bao ba tlaa ya mo petsong e e sa khutleng; mme basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”

Matthew 26:64

Jesu a mo raya a re: “O boletse; le fa go ntse jalo ke a lo raya, kwa pele lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, mme a tla ka maru a legodimo.”

Mark 8:38

Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong, mogang o tlang ka kgalalelo ya ga rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”

Mark 9:1

A ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, go na le bangwe mo go ba ba emeng fa, ba ba se ketlang ba utlwa loso gope, ba ise ba bone bogosi jwa Modimo bo tla ka nonofo pele.”

Mark 13:4-8

“Re bolelele gore dilo tse di tlaa dirafala leng, le sesupo e tlaa nna eng sa fa dilo tsotlhe tse di tloga di dirafala?” Jesu a simolola go ba raya a re: “Lo itise gore motho ope a se ka a lo timetsa. Bantsi ba ba tlaa tlang ka leina la me, ba ikaya ba re: ‘Ke nna ene;’ mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi. Mme lo tlaa re lo utlwela dintwa, le medumo ya dintwa, lo ise ka lwa fuduega; dilo tse di na le go dirafala fela; mme e tlaa bo e ise e nne bokhutlo. Gonne morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bogosi; go tlaa nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe; go tlaa nna meswele; mme dilo tse e be e le tshimologo ya metlotsedi.

Mark 13:9-13

“Lo itise, gonne ba tlaa lo neela mo makgotleng; lo tlaa bediwa mo matlong a thuto; lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone. Mme Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele. Mme e tlaa re ba lo gogela kwa ditshekong, ba lo neela balaodi, lo se ka lwa tlhobaelela pele se lo tlaa se buang; fela se lo tlaa se newang mo nakong eo, lo bue sone fela, gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang, e tlaa bo e le Mowa o o Boitshepo. Mme morwa rramotho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, le rra motho ngwana wa gagwe; le bana ba tlaa tsogolegela batsadi ba bone, ba dira gore ba bolawe. Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, yoo o tlaa bolokwa.

Mark 13:14-20

“E tlaa re lo bona yo o makgapha a a swafatsang a eme fa o sa tshwanelang go ema teng, yo o balang a a tlhaloganye, foo ba ba mo Jutea ba tshabele kwa dithabeng; le ene yo o fa godimo ga ntlo a se fologe, le fa e le go tsena mo teng, go tsaya sengwe mo ntlong ya gagwe; mme yo o kwa nageng a se ka a boela kobo ya gagwe. Go tlaa bo go latlhega bone ba ba baimana, le ba ba amusang mo metlheng eo! Mme lo rapele gore go se ka ga nna go le mariga. Gonne metlha eo e tlaa nna ya pitlagano, jaaka go ise go ke go bonwe gope, e sa le ka tshimologo ya tlholego e Modimo o e tlhodileng, le gompieno le gone ga go ketla go tlhola go bonwa gope. Mme fa Morena a ko a se ka a khutshwafatsa metlha eo, e ka bo ne ne fano motho ope a se nka a bolokwa; mme a khutshwafatsa metlha ka ntlha ya baitshenkedwi ba o ba itshenketseng.

Mark 13:21-23

“Foo fa motho mongwe a ka lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo;’ kgotsa, ‘Bonang, o fale;’ lo se ka lwa dumela. Gonne go tlaa tsoga boKeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tlaa ntsha ditshupo le dikgakgamatso, gore ba tle ba timetse baitshenkedwi fa go ka nna jalo. Mme lona lo itise; bonang, ke lo boleletse dilo tsotlhe go sa le gale.

Mark 13:24-27

“E tlaa re mo metlheng eo, morago ga pitlagano eo, letsatsi le tlaa fifala, kgwedi le yone ga e ketla e ntsha lesedi la yone; le dinaledi di tlaa bo di wa kwa legodimong, le dinonofo tse di mo magodimong di tlaa reketlisiwa. Ke gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo. Foo o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa bofelelong jwa lefatshe go ya bofelelong jwa legodimo.

Mark 13:28-37

“Jaana ithuteng ka setlhare sa mofeige setshwantsho sa sone; e re fa kala ya sone e setse e le nana, mme e kukunya makakaba, lo a itse fa selemo se atametse. Le lona fela jalo, e tlaa re lo bona dilo tse di dirafala, lo bo lo itse fa a le gaufi, a le fela fa mejakong. Ammaaruri ke a lo raya, losika lo ga lo ketla lo feta, go tle go tsamaye dilo tsotlhe tse, di dirafale pele. Legodimo le tlaa feta le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta. “Mme ka ga letsatsi leo kgotsa nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba ba kwa legodimong, le fa e le Morwa, fa e se Rara fela. Itiseng, lo lebelele lo rapele, gonne ga lo itse lobaka gore ke lofe. Go tshwana jaaka fa monna a ile go jaka kwa lefatsheng le sele, e re ka a tlogetse ntlo ya gagwe, a bile a neetse batlhanka ba gagwe thata, le mongwe le mongwe tiro ya gagwe, le gone a laola molebedi wa kgoro gore a lebelele. Ke gone, lebelelang, gonne ga lo itse gore morena wa ntlo o tlaa tla leng, kgotsa ka maabanyane, kgotsa bosigogare, kgotsa ka makuku, kgotsa a ka bosigo boo sa; e se re kgotsa fa a ka tla ka tshoganetso a lo fitlhela lo robetse. Mme se ke se rayang lona, ke se raya botlhe fela ka re: ‘Lebelelang.’ ”

Mark 14:62

Jesu a mo raya a re: “Ke nna; mme lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, a tla ka maru a legodimo.”

Luke 9:26-27

Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, Morwa Motho o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke ene, mogang o tlang ka kgalalelo ya gagwe, le ya ga rraagwe, le ya baengele ba ba boitshepo. Ke lo bolelela ruri gore go na le bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se ketlang ba utlwa loso, ba ise ba bone bogosi jwa Modimo.”

Luke 12:35-40

“A ditheka tsa lona di tlangwe, le dipone tsa lona di tuke; le lona lo nne jaaka batho ba ba lebeletseng morena wa bone, fa a boa kwa modirong wa nyalo; gore e tle e re a tla a kgwanyakgwanya, ba mmulele ka bofefo. Go sego batlhanka bao, ba e tlaa reng morena wa bone a tla, a ba fitlhele ba lebeletse; ammaaruri, ke a lo raya, o tlaa ikokwaela, a ba dudisa go ja, mme o tlaa tla a ba neela dijo. Fa a ka tla ka tebelo ya bobedi bosigo, le fa a ka tla ka tebelo ya boraro, mme a ba fitlhela jalo, ba bo ba le sego batlhanka bao. Itseng se, gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako e legodu le tlaa tlang ka yone, o ka bo a disitse, mme a ko a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe ya phunngwa. Le lona etleetsegang; gonne Morwa Motho o tla ka nako e lo sa e gopoleng.”

Luke 12:43-47

Go sego motlhanka yoo, yo e tlaa reng morena wa gagwe a tla, a mo fitlhele a ntse a dira jalo. Ammaaruri ke a lo raya, o tlaa mmaya molaodi wa dilo tsotlhe tse o nang natso. Mme fa motlhanka yo a ka ithaya mo pelong ya gagwe a re: ‘Morena wa me o diegile go tla;’ mme a simolola go betsa batlhanka le malata, le go ja le go nwa, le go tagwa; morena wa motlhanka yoo o tlaa tla ka letsatsi le o sa mo lebeleleng ka lone, le ka nako e o sa e itseng, mme o tlaa mo kgwathisa thata, a mo laolela kabelo ya gagwe le ba ba se nang boikanngo. “Mme motlhanka yo o itsileng go rata ga morena wa gagwe, mme a se ka a ipaakanya, le fa e le go dira ka fa go rateng ga gagwe, o tlaa bediwa dithupa di le dintsi.

Luke 12:54-56

Le gone a raya matshutitshuti a batho a re: “E a tle e re lo bona leru le tlhatloga kwa bophirimatsatsi, lo re: ‘Go tla mookodi;’ mme go dirafale jalo. E re lo bona phefo ya borwa e foka, lo re: ‘Go tlaa nna mogote o o fisang;’ mme go dirafale. Baitimokanyi ke lona, lo itse go phutholola ponalo ya legodimo le ya lefatshe; mme go ntse jang lo sa itse go phutholola motlha ono?

Luke 17:22-24

A raya barutwa a re: “Metlha e tlaa tla e lo tlaa eletsang go bona letsatsi lengwe la malatsi a Morwa Motho ka yone, mme ga lo ketla lo le bona. Ba tlaa lo raya ba re: ‘Bonang fale!’ kgotsa, ‘Bonang fano!’ Se tsamayeng, le fa e le go ba sala morago. Gonne jaaka e a re fa logadima lo gadima ntlheng nngwe tlase ga legodimo, lo phatsimele kwa ntlheng e nngwe tlase ga legodimo; Morwa motho le ene o tlaa nna jalo mo motlheng wa gagwe.

Luke 17:25-30

Pele o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke losika lo. Jaaka go kile ga dirala mo metlheng ya ga Noa, go tlaa nna fela jalo le mo metlheng ya Morwa Motho. Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba neelwa nyalong, ga tsamaya ga tla letsatsi le Noa o tsenang mo ntlong e e kokobalang ka lone, mme morwalela wa tla wa ba senya botlhe fela. Le jaaka go diretse mo metlheng ya ga Lote: Ba ne ba ja, ba nwa, ba reka, ba rekisa, ba tlhoma, ba aga; mme ka letsatsi leo fela, le Lote o duleng mo Sotoma ka lone, ga nna molelo le sulefura mo go tswang legodimong, ga ba laila botlhe fela. Go tlaa nna fela jalo mo motlheng o Morwa Motho o tlaa senolwang ka one.

Luke 17:31-33

“A e re mo letsatsing leo yo o mo godimo ga ntlo, mme dilo tsa gagwe di le mo ntlong, a se ka a fologa a ya go di tlosa; jalo le ene yo o kwa nageng, a se ka a boela kwa morago. Gakologelwang mosadi wa ga Lote. Le fa e le mang yo o tlaa batlang go boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, o tlaa bo boloka.

Luke 17:34-37

Ke a lo bolelela ka re, e tlaa re mo bosigong joo, go tlaa bo go le batho ba le babedi ba tlhakanetse phate; mme mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe. Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba sila mmogo; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe. (Banna ba le babedi ba tlaa bo ba le mo nageng; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.)” Mme ba mo fetola, ba mo raya ba re: “Kae, Morena?” A ba raya a re: “Kwa setoto se leng teng, manong le one a tlaa phuthegela teng.”

Luke 18:7-8

Mme Modimo one, a ga o ketla o sekela ba e leng baitshenkedwi ba one, ba ba goelang kwa go one motshegare le bosigo, mme o bile o pelotelele ka ga bone. Ke a lo bolelela, o tlaa ba sekela ka bonako. Le fa go ntse jalo e tlaa re Morwa Motho a tla, a o tlaa fitlhela tumelo mo lefatsheng?”

Luke 21:10-11

Foo a ba raya a re: “Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le mo mafelong mangwe le mangwe go nne mebopamo, le dikgogodi tsa bolwetse; go tlaa nna dilo tse di rerisang fa di bonwa, le ditshupo tse di tswang legodimong.

Luke 21:12-19

E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me. Mo go tlaa lo dirafalela gore lo itshupe. Ke gone lo itlhomamise mo dipelong tsa lona fa lo se ketla lo akanya pele ka fa lo tlaa fetolang ka teng. Gonne ke tlaa lo naya molomo, le botlhale jo baba botlhe ba lona ba se ketlang ba nonofa go bo ganetsa, le fa e le go emalana najo. Lo tlaa okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borraalona, le ba losika lwa lona, le ditsala, mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa ka bone. Lo tlaa tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me. Le fa e le moriri mongwe fela wa ditlhogo tsa lona ga o ketla o nyelela. Lo tlaa ipoloka mewa ya lona ka bopelotelele jwa lona.

Luke 21:20-24

“E tlaa re lo bona Jerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse fa tshwafalo ya one e le gaufi. Foo, ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng; le ba ba mo gare ga one a ba tswe; le ba ba kwa nageng, a ba se ye go tsena mo go one. Gonne metlha eo ke ya pusoloso, gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng di dirafale. A bo go tla latlhega bone ba ba baimana le ba ba amusang mo metlheng eo! Gonne go tlaa nna pitlagano e kgolo mo lefatsheng, le bogale jo bogolo mo sešabeng se. Ba tlaa wa ka bogale jwa tšhaka, ba tlaa isiwa e le ditshwarwa mo merafeng yotlhe; Jerusalema o tlaa katakwa ke Baditšhaba, go tle go tsamaye metlha ya Baditšhaba e dirafale.

Luke 21:25-28

“Mme go tlaa nna ditshupo mo letsatsing, le mo kgweding, le mo dinaleding; le mo lefatsheng pitlagano ya merafe, e raraanngwa ke lewatle le dintelo go suma ka kgwaso e kgolo; le batho ba idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng; gonne dinonofo tsa legodimo di tlaa reketlisiwa. E dira gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla ka leru, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo. E tlaa re dilo tse di simologa go dirala, foo lo lelale, lo tsholetse ditlhogo tsa lona; gonne thekololo ya lona e tlaa bo e atamela.”

Luke 21:29-36

A bua nabo setshwantsho a re: “Bonang setlhare sa mofeige, le ditlhare tsotlhe; e re fa jaanong di tlhoga, lo a se bona, mme lo a itse ka losi fa letlhabula le setse le atametse. Fela jalo le lona, fa lo bona dilo tse di dirafala, itseng fa bogosi jwa Modimo bo atametse. “Ammaaruri ke a lo raya, losika lo, ga lo ketla lo feta go tsamaye dilo tsotlhe di dirafale pele. Go tlaa feta legodimo le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta. “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru; gonne le tlaa wela jalo botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe fela. Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.”

John 5:25-29

Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo ka lone; mme ba ba utlwang ba tlaa tshela. Gonne jaaka Rara a na le botshelo mo go ene ka esi, o neetse Morwa le ene jalo, gore a nne le botshelo mo go ene ka esi. O mo neetse thata ya go dira katlholo, ka e le Morwa Motho. Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.

John 14:2-3

Mo ntlong ya ga Rre, go na le manno a le mantsi; fa go ne go sa nna jalo, nka bo ke le boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa bonno. Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela; gore kwa ke leng teng le lona lo nne teng.

Acts 1:9-11

E rile a sena go bua dilo tse, ba ntse ba lebile, a tlhatlosiwa; leru la mo tshola mo ponong ya bone. Ya re ba sa ntse ba lebile thata kwa loaping jaaka a tsamaya, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu; ba ba bileng ba bua ba re: “Lona banna ba Galilea, lo emetseng lo lebile kwa loaping? Jesu yo, yo o tsholeleditsweng kwa legodimong a tswa mo go lona, o tlaa tla jalo fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”

Romans 8:18-19

Gonne ke kaya fa dipogiso tsa motlha ono di sa tshwanela go tshwantshiwa le kgalalelo e re tlaa e senolelwang. Gonne tlhologelelo ya lobopo e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo.

Romans 14:11

Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.”

Romans 16:20

Modimo wa kagiso o tlaa akofa o tapetela Satane fa tlase ga dinao tsa lona.

1 Corinthians 3:12-15

Mme fa mongwe le fa e le mang a aga mo motheong o ka gouta, le selefera, le maje a a tlhokegang, le logong, le bojang, le dirite; tiro ya mongwe le mongwe e tlaa bonadiwa; gonne letsatsi le tlaa e bolela ka e senolwa ke molelo; molelo ka osi o tlaa leka tiro ya mongwe le mongwe ka fa e ntseng ka teng. E tlaa re fa tiro ya mongwe e ema, e o e agileng mo motheong o tlaa amogela tuelo. E tlaa re fa tiro ya mongwe e fisiwa, o tlaa senyegelwa, mme ene ka esi o tlaa bolokwa; mme e tlaa bo e le mo go tshwanang jaaka a raletse molelo.

1 Corinthians 4:5

Ke gone, se sekiseng sepe e ise e nne motlha, go tle go tsamaye Morena a tle, yo o tlaa senolang dilo tsa lefifi tse di fitlhilweng, a ba a bonatsa dikgakologelo tsa dipelo; foo motho mongwe le mongwe o tlaa bona pako ya gagwe mo Modimong.

1 Corinthians 5:5-6

yo o ntseng jalo, lo mo neele Satane, gore go senngwe nama, gore mowa o bolokwe mo tsatsing la Morena Jesu. Go ikgantsha ga lona ga go molemo. A ga lo itse fa sebediso se le sennye se tle se bedise boupe jotlhe?

1 Corinthians 15:50-52

Jaana, bagaetsho, ke bua lefoko le, ka re, nama le madi ke dilo tse di sa ka keng tsa rua bogosi jwa Modimo; le gone go bola ga go ka ke ga rua bosaboleng. Bonang, ke lo bolelela bosaitsiweng: Ga re ketla re robala rotlhe, mme re tlaa fetolwa rotlhe fela, ka gangwe fela, ka ponyo ya leitlho, ka lobaka lwa lonaka lwa bofelo. Gonne lonaka lo tlaa gelebetega, mme baswi ba tlaa tsosiwa ka mo go sa boleng, mme rona re tlaa fetolwa.

Philippians 2:10-11

gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.

Colossians 3:4

Mogang Keresete, yo e leng botshelo jwa rona, o tlaa bonalang, foo le lona lo tlaa bonala nae mo kgalalelong.

1 Thessalonians 1:10

le go lebelela Morwa one go tswa legodimong, yo Modimo o mo tsositseng mo baswing, e bong Jesu, yo o re gololang mo bogaleng jo bo tlang.

1 Thessalonians 4:13-15

Ga re rate lwa tlhoka go itse, bagaetsho, ka ga ba ba robalang; gore lo se hutsafale, jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo. Gonne fa re dumela gore Jesu o ne a sule mme a ba a tsoga, fela jalo ba ba swetseng mo go Jesu, Modimo o tlaa ba lere nae. Gonne se, re se bua le lona ka lefoko la Morena, gore rona ba re tlaa bong re tshedile, ba e tlaa reng mo go tleng ga Morena re fitlhelwa re setse, ga re ketla re etelela ba ba suleng pele.

1 Thessalonians 4:16-17

Gonne Morena ka esi o tlaa fologa kwa legodimong, ka lošalaba, le ka lentswe la moengele yo mogolo, le ka go galaotega ga lonaka lwa Modimo; mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tlaa tsoga pele: Foo rona ba re tlaa bong re tshedile re tlogetswe, re tlaa tsholediwa mmogo nabo mo marung, re ya go kgatlhantsha Morena mo loaping; jalo re tlaa nnela ruri le Morena.

1 Thessalonians 5:1-4

Ka ga metlha le dipaka, bagaetsho, ga go batlwe gore lo ka kwalelwa sengwe. Gonne le lona ka losi lo itse sentle fa letsatsi la Morena le tlaa tla fela jaaka legodu bosigo. E tle e re ba ntse ba re: “Kagiso le thagamo,” foo tshenyego ya tshoganetso e ba wele, jaaka pelegi e tle e tlele mosadi yo o moimana; mme ga ba ketla ba falola gope. Mme lona bagaetsho, ga lo mo lefifing, fa letsatsi leo le ne le ka lo fitlhela jaaka legodu;

1 Thessalonians 5:9-10

Gonne Modimo ga o a re laolela bogale, fa e se gore re bone poloko ka Morena wa rona Jesu Keresete. Yo o re swetseng gore le fa re sa ntse re itisitse, le fa re robetse re be re tshela mmogo nae.

2 Thessalonians 1:4-10

e bile le rona ka rosi re belafala ka lona mo diphuthegong tsa Modimo, ka bopelotelele jwa lona le tumelo, lo le mo dipogisong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tse lo di itshoketseng. Dilo tse ke sesupo se se bonalang sa katlholo e e siameng ya Modimo, sa gore lo kaiwe lo tshwanetse bogosi jwa Modimo, jo lo bileng lo bo bogelang botlhoko. Ke raya fa e le mo go siameng mo Modimong go lefetsa pitlagano ya ba ba lo pitlaganyang; le go naya lona ba lo pitlaganngwang tapologo le rona, mo motlheng wa tshenolo ya Morena Jesu fa a tla a tswa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe, a le mo molelong o o tutumang, a itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu. E le ba ba tlaa utlwang thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng, ya go tlogela ruri mo sefatlhogong sa Morena, le mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe. Mogang o tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa mo tsatsing leo ke botlhe ba ba dumetseng, gonne tshupo ya rona mo go lona e ne ya dumelwa.

2 Thessalonians 2:1-4

Jaana re a lo rapela, bagaetsho, ka ga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete, le go phuthegela ga rona kwa go ene; ra re, lo se ka lwa ba lwa tshikinngwa mogopolo, le fa e le go fuduiwa ke mowa mongwe, le fa e le ke puo, le fa e le ke lokwalo lo go ka tweng lo tswa kwano go rona, go etsa jaaka e kete letsatsi la Morena le setse le le fa. Ope motho a se ka a lo fora ka mokgwa ope; gonne ga go ketla go dirafala, fa tenego e sa tle pele, le fa monna wa boleo a sa senolwe, yo e leng morwa tatlhego. E bong yo o ikgantshang, a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwang modimo, kgotsa mo go obamelwang; a ba a tle a dule mo tempeleng ya Modimo, a ikaye gore ke ene Modimo.

2 Thessalonians 2:5-12

A ga lo gakologelwe fa e rile ke sa ntse ke na le lona, ka lo bolelela dilo tse? Jaanong lo a itse se se kganetseng, gore a tle a senolwe mo motlheng o e leng wa gagwe. Gonne bosaitsiweng jwa boikepo bo setse bo dira; go na le mongwe yo o kganetseng gompieno, go tsamaya a tlosiwa. Foo moikepi o tlaa senolwa, yo Morena Jesu o tlaa mmolayang ka mowa wa molomo wa gagwe, a mo nyeletsa ka ponatshego ya go tla ga gagwe. E bong ene yo go tla ga gagwe go leng ka fa go direng ga Satane ka thata yotlhe le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso tsa maaka, le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba nyelelang; ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaruri, gore ba bolokwe. Ka ntlha ya gone moo, Modimo wa roma tiro e e timetsang kwa go bone, gore ba tle ba dumele maaka: Gore ba sekisiwe botlhe ba ba se kang ba dumela boammaaruri, mme ba natefelwa ke tshiamololo.

1 Timothy 6:14-16

Ka re, o tshegetse taolo e ka mo go se nang selabe, le ka mo go se nang mokgobo, go ya go fitlha mo go bonatshegeng ga Morena wa rona Jesu Keresete; mo o tlaa go bonatsang mo metlheng ya gone, e bong ene yo e leng Mothata yo o bakwang le yo o esi, Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena; yo o nang le bosasweng a le esi, a bile a agile mo leseding le le sa ka keng la atamelwa; yo go seng motho ope yo o kileng a mmona, le gone ope a sa ka ke a mmona; yo tlotlo le thata tse di sa yeng kae di ka kang, tsa nna kwa go ene. Amen.

2 Timothy 3:1-5

Itse selo se, gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang. Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo.

2 Timothy 4:1-5

Ke a go laya mo ponong ya Modimo, le ya ga Keresete Jesu, yo o tlaa atlholang batshedi le baswi le ka go bonatshega ga gagwe, le ka bogosi jwa gagwe, ka re: Rera lefoko, o tlhoafale go le lobaka le go se lobaka; o tlhotlhomise, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta. Gonne motlha o tlaa tla o ba se ketlang ba iteseletsa go utlwa thuto e e itekanetseng ka one; mme e re ka ba le ditsebe tse di babanyegang, ba tlaa ikgobokanyetsa baruti ba ba ka fa dikgatlhegong tsa bone. Ba tlaa itsubula mo boammaaruring, ba fapogela kwa mainaneng. Mme wena o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago.

2 Timothy 4:8

Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnanyang mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.

Titus 2:13

re ntse re lebeletse tsholofelo ya letlhogonolo, le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo wa rona, le Moreboloki Jesu Keresete;

Hebrews 1:10-12

Gape: “Wena Morena, e rile mo tshimologong wa thaya motheo wa lefatshe, mme magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago; tsone di tlaa nyelela, mme wena o nnetse ruri; tsone tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo; mme o tlaa di mena jaaka morepo, jaaka seaparo, mme di tlaa fetolwa; mme wena o bo o ntse jaaka o ntse fela, dinyaga tsa gago ga di ketla di fela.”

Hebrews 9:23-28

Ke gone go ne go tshwanetse fa malebela a dilo tse di kwa magodimong di ka ntlafadiwa ka ditlhabelo tseo; tse e leng tsone dilo tsa selegodimo ka ditlhabelo tse di molemo bogolo go tseo. Gonne Keresete ga a ka a tsena mo Felong gongwe ga Boitshepo, fa go dirilweng ka diatla, fa go leng setshwano sa felo ga ammaaruri; mme o tsenye mo go le e leng legodimo tota, go tla a bonalela rona jaanong fa pele ga sefatlhogo sa Modimo; e bile e se gore a nne a ikise setlhabelo gantsi; jaaka moperesiti yo mogolo a tle a tsene mo Felong ga Boitshepo ka ngwaga le ngwaga, ka madi a e seng a mmele wa gagwe. Fa go ne go sa nna jalo, o ka bo fano a bolailwe gantsi, go simolola ka lobaka lwa lefatshe go thaiwa. Mme jaanong, o dirile gangwe fela mo bokhutlong jwa metlha, o senoletswe go tla a tlosa dibe ka go intsha setlhabelo ka esi. Mme e re ka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, kwa morago go bo go tla tsheko, jalo le ene Keresete, ka a isitswe setlhabelo gangwe fela, gore a tle a belege maleo a batho ba le bantsi, o tlaa bonala lwa bobedi, kwa ntle ga boleo, a bonalela ba ba mo lebeletseng go ba boloka.

Hebrews 10:25

re se ka ra bakela go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe, mme re laelane; bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.

Hebrews 11:35

Basadi ba amogela baswi ba bone ba tsosiwa mo baswing. Ba bangwe ba teketwa, ba gana go amogela kgololo, e le gore ba tle ba bone go tsoga mo losong mo go molemo bogolo.

James 5:1-3

Helang tlheng lona bahumi, lo lele, lo bokolelele dilo tse di matladika tse di tlang go lo wela. Mahumo a lona a bodile, le diaparo tsa lona di jelwe ke motoutwane. Gouta ya lona e jelwe ke morodu, le selefera sa lona; morodu wa tsone o tlaa nna tshupo e e lo sekisang, o tlaa ja nama ya lona jaaka molelo. Lo ipoloketse khumo ya lona mo metlheng ya bofelo.

James 5:7-8

Ke gone, bagaetsho, lo nne pelotelele, go tsamaye Morena a tle. Bonang, molemi o tla a lebelele loungo lo lo tlhokegang lwa lefatshe, a le pelotelele mo go lona, go tsamaye lo bone pula ya sephai le ya kgogolammoko. Le lona lo nne pelotelele; lo itiise dipelo; gonne go tla ga Morena go gaufi.

2 Peter 3:3-7

Lo ntse lo itse mo pele, gore mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone. Ba re: “Polelo ya tsholofetso ya go tla ga gagwe e kae? Gonne e sa le ka borara ba robala, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka di ntse, di ntse le mo tshimologong ya popo.” Gonne mo ba go lebala ka bomo, gore gale bogologolo go ne go le magodimo, le lefatshe le golokilwe le kwetogile mo metsing, le bile le eme mo gare ga metsi, e le ka lentswe la Modimo. Mme ya nna one a lefatshe la jale le senyegileng ka one, ka le penologelwa ke metsi. Magodimo a gompieno a beetswe molelo le lefatshe, e ntse e le ka lone lentswe leo, ka a letisiwa letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi.

2 Peter 3:8-9

Baratwa, lo se ka lwa lebala selo se le sengwe ke se, gore letsatsi le le lengwe fela mo Moreneng le ntse jaaka dinyaga di le 1 000, le dinyaga di 1 000 di ntse jaaka letsatsi le le lengwe fela. Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.

2 Peter 3:10-13

Mme letsatsi la Morena le tlaa tla jaaka legodu; mme mo go lone magodimo a tlaa nyerega ka mogote o o tukang, le lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tlaa lailwa ke molelo. Mme e re ka jaana dilo tse tsotlhe di nnetse go nyerega, ana lona lo tshwanetse lwa bo lo le batho ba ba ntseng jang, mo go tsheleng gotlhe ka boitshepo le ka poifo Modimo, lo ntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologeletswe go tla ga letsatsi la Modimo, le e leng lone magodimo ka a a ša a tlaa nyeregang ka lone, le dipopo tsa magodimo di tlaa tlhapologa ka mogote o o tukang? Mme, rona, ka fa polelong ya one ya tsholofetso, re lebeletse magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.

1 John 2:17-19

Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng. Banyana, ke nako ya bofelo; jaaka lo kile lwa utlwa fa moganetsa Keresete a tla, le gompieno go setse go tsogile baganetsa Keresete ba le bantsi; re itse ka gone fa e le nako ya bofelo. Ba dule mo go rona, mme ya bo e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa ntse ba na le rona; mme ba tswa, gore ba tle ba bonatshiwe ka fa ba seng ba rona botlhe ka teng.

1 John 4:1-6

Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng. Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo. Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu, ga se wa Modimo; o ke one mowa wa moganetsa Keresete, o lo o utlwetseng fa o tla; jaanong o setse o le mo lefatsheng. Lona lo ba Modimo, banyana ba me, lo ba fentse; ka yo o mo go lona a le mogolo go feta yo o mo lefatsheng. Bone ke ba lefatshe; ke gone ba buang jaaka ba lefatshe, mme lefatshe le ba utlwe. Rona re ba Modimo; yo o itseng Modimo o a re utlwa; mme yo o seng wa Modimo ga a re utlwe. Re a itse mowa wa boammaaruri, le mowa wa timelo ka gone moo.

2 John 1:7-11

Gonne batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, e bong bone ba ba sa ipoleleng fa Jesu Keresete a tsile mo nameng. Motsietsi ke ene yoo, le moganetsa Keresete. Lo ipone, gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re di dirileng, fa e se gore lo tle lo amogele tuelo e e tletseng. Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

Jude 1:14-15

E bile ke bone ba ba boleletsweng pele ke Enoke wa bosupa go tloga mo go Atame, a re: “Bonang, Morena o ne a tla a na le baitshepi ba gagwe ba le makgolokgolo. A tla go dirafaletsa botlhe katlholo, le go tshwarisa baikepi botlhe ditiro tsotlhe tsa boikepo tse ba di dirileng ka go ikepa, le dilo tse di thata tsotlhe, tse baleofi ba ba ikepang ba di buileng ka ga gagwe.”

Revelation 1:1

Tshenolo ya ga Jesu Keresete, e Modimo o e mo neileng, gore a e bontshe batlhanka ba gagwe, e bong ya dilo tse di tlaa akofang di dirafala; mme a roma moengele wa gagwe, a e bolelela Johane motlhanka wa gagwe;

Revelation 1:7

Bonang, o etla a le mo marung; matlho otlhe a tlaa mmona, le ba ba mo tlhabileng; le ditso tsotlhe tsa lefatshe di tlaa mo leba di lela. Fela jalo, Amen.

Revelation 3:10-12

E re ka o bolokile lefoko la bopelotelele jwa me, le nna ke tlaa go dibelela nako ya teko, e bong nako e e tlang go wela lefatshe lotlhe, go leka ba ba agileng mo lefatsheng. Ke a tla ka bonako; se o nang naso o se tshware thata, gore ope a se ka a go tseela serwalo sa gago. Yo o fenyang ke tlaa mo dira lokotwana mo tempeleng ya Modimo wa me, ga a ketla a tlhola a tswa gone gope; ke tlaa kwala mo go ene leina la Modimo wa me, le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema o moša, o o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me, le leina le e leng la me le leša.

Revelation 3:15-19

Ke a di itse ditiro tsa gago, jaaka o se tsididi, o bile o se molelo. Ke rata wa bo o le tsididi kgotsa molelo. E re ka o le motlha fela, o e molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me. Ka o tle o bue o re: “Ke humile, ke bapetse dikhumo, ga ke tlhoke sepe,” mme o sa itse fa o le ene mmenyana, o bile o le serorobi, le lehuma, le bofofu, le bosaikatega. Ke a go gakolola ka re, o reke mo go nna gouta e e ntlafaditsweng ke molelo, gore o tle o hume; le diaparo tse ditshweu gore o tle o ikapese, le gore ditlhong tsa bosaikategang jwa gago di se senolwe; o reke le molemo wa matlho go itogetsa ka one, gore o tle o bone. Botlhe ba ke ba ratang, ke a tle ke ba kgalemele, ke ba otlhaye; ka re, o tlhoafale, o bo o ikwatlhaye.

Revelation 4:1

E rile morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, ga bo go bulega mojako mo legodimong, mme lentswe la ntlha le ke le utlwileng, lentswe la mongwe, e kete la lonaka, a mpuisa; mme mongwe a bua a re: “Tlhatlogela kwano, ke tlaa go supetsa dilo tse di tlaa namang di dirafela.”

Revelation 5:1-10

Mo seatleng se segolo sa yo o dutseng mo setulong sa bogosi, ka bona lokwalo lo kwadilwe ka fa teng le ka fa ntle, lo kannwe thata ka dikano di supa. Ka bona moengele yo o thata a bolela ka lentswe le le godileng a re: “Mang yo o nang le tshwanelo ya go menolola lokwalo, le go kanolola dikano tsa lone?” Mme ga bo go se ope mo legodimong, le mo lefatsheng, le kwa tlase ga lefatshe, yo o nonofileng go menolola lokwalo, le fa e le go leba mo go lone. Mme ka lela thata, ka go se ka ga fitlhelwa ope yo o nang le tshwanelo ya go menolola lokwalo, le fa e le go leba mo go lone. Mme mongwe wa bagolwane a nthaya a re: “Se lele! Bona, Tau, yo o leng wa lotso lwa Juta, Modi wa ga Dafite, o fentse go menolola lokwalo le go kanolola dikano tse supa tsa lone.” Ya re mo gare ga setulo sa bogosi, le fa gare ga ditshedi tse nne, le mo gare ga bagolwane, ka bona Kwana a eme, a ntse jaaka e kete o tlhabilwe, a le dinaka di supa, le matlho a supa, a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e romilweng mo lefatsheng lotlhe. Mme a tla a tsaya lokwalo mo seatlang se segolo sa yo o dutseng mo setulong sa bogosi. Ya re a sena go tsaya lokwalo, ditshedi tse nne, le bagolwane ba 24, ba wela fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa, le megotšana ya gouta e tletse maswalo, a e leng merapelo ya baitshepi. Ba opela sefela se seša ba re: “O na le tshwanelo ya go tsaya lokwalo, le go kanolola dikano tsa lone; gonne o ne o bolailwe, mme wa rekela Modimo batho ba ditso tsotlhe, le ba dipuo tsotlhe, le ba batho botlhe, le ba merafe yotlhe ka madi a gago. Wa ba dira gore ba nne bogosi jwa Modimo wa rona, le baperesiti ba one; mme ba busa mo lefatsheng.”

Revelation 5:11-14

Ka leba, ka utlwa lentswe la baengele ba le bantsi, ba ba mo tikologong ya setulo sa bogosi, le la ditshedi le bagolwane; palo ya bone e ne e le makgolo a makgolo, le makgolo a sedikadike; ba bua ka lentswe le le godileng ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go bona nonofo, le dikhumo le botlhale, le thata, le tlotlo, le kgalalelo, le pako!” Sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong, le se se mo lefatsheng, le se se kwa tlase ga lefatshe, le se se mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, ka di utlwa di re: “Pako, le tlotlo, le kgalalelo le puso, di nne kwa go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana ka bosakhutleng le ka bosaengkae!” Ditshedi tse nne tsa re: “Amen!” Bagolwane ba wela fa fatshe ba obamela Modimo.

Revelation 6:1-2

E rile Kwana a kanolola sekano sengwe mo go tse supa, ka leba, ka ba ka utlwa setshedi sengwe mo go tse nne, se bua ka lentswe e kete la tumo ya maru, sa re: “Tlaa!” Mme ka leba, bonang, ga bo go le pitse e le tshweu, yo o e pagameng a bo a tshotse bora; mme a newa serwalo, mme a tswa a fenya, a ba a tswelela pele go fenya.

Revelation 6:3-4

E rile a kanolola sekano sa bobedi, ka utlwa setshedi sa bobedi se re: “Tlaa!” Mme ga tswa pitse nngwe, e le pitse e khunou; yo o e pagameng a newa gore a tlose kagiso mo lefatsheng, le gore batho ba bolaane; mme a newa tšhaka e tona.

Revelation 6:5-6

E rile a kanolola sekano sa boraro, ka utlwa setshedi sa boraro se re: “Tlaa!” Ka leba, mme bonang ga bo go le pitse e ntsho; yo o e pagameng a bo a tshotse selekanyo sa pego ka seatla. Ka utlwa e kete lentswe mo gare ga ditshedi tse nne, le re: “Seelwanyana sa mabele ke tefo ya letsatsi, le dielwanyana di le tharo tsa barele ke tefo ya letsatsi; mme o se ka wa senya lookwane le bojalwa jwa mofine.”

Revelation 6:7-8

E rile a kanolola sekano sa bone, ka utlwa lentswe la setshedi sa bone le re: “Tlaa!” Ka leba, mme bonang, ga bo go le pitse e tshetlha; yo o e pagameng, leina la gagwe go twe Loso; Bobipo a bo a na nae a mo setse morago. Mme ba newa taolo ya go re, lefatshe fa le kgaoganngwa sene, ba bolaye kgaolo ya sene ka tšhaka, le ka popamo, le ka loso, le ka dibatana tsa lefatshe.

Revelation 6:9-11

E rile a kanolola sekano sa botlhano, ka bona fa tlase ga sebeso mewa ya ba ba bolaetsweng lefoko la Modimo, le ka ntlha ya tshupo e ba ne ba e tshegeditse. Mme ba goa ka lentswe le legolo ba re: “Mong wa rona wee, yo o boitshepo le boammaaruri! Lobaka lo tlaa nna boleele bokae o sa atlhole, wa lefetsa madi a rona mo go ba ba agileng mo lefatsheng?” Mongwe le mongwe wa bone a newa kobo e tshweu; ba rewa ga twe, ba name ba sa ntse ba itapolositse ka lobakanyana, go tle go tsamaye le bone batlhanka ka bone, le ba ga bone ba ba tlaa bolawang fela jaaka bone, ba dirafalelwe jalo.

Revelation 6:12-17

E rile a kanolola sekano sa borataro ka leba, ga bo go le thoromo e kgolo ya lefatshe; le letsatsi la ntshofala la nna jaaka letsela la boditse, le kgwedi yotlhe ya nna jaaka madi a mahibidu. Le dinaledi tsa legodimo tsa wela fa fatshe, jaaka feige e tle e tlhotlhorege difeige tsa yone tse di sa butswang, fa e udubadiwa ke phefo e kgolo. Le legodimo la tlosiwa jaaka kgampetla ya lokwalo fa e menaganngwa; le dithaba tsotlhe le ditlhake tsa hudusiwa mo mannong a tsone. Dikgosi tsa lefatshe, le dikgosana, le beng ba mephato, le bahumi, le bathata, le motlhanka mongwe le mongwe, le yo o leng ngwana wa motse, ba iphitlha mo dikgageng, le mo mafikeng a dithaba; ba raya dithaba le mafika ba re: “Re weleng godimo, lo re bipele sefatlhogo sa yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le bogale jwa Kwana; gonne letsatsi le legolo la bogale jwa bone le fitlhile; mme go nonofile mang go ema?”

Revelation 7:1-3

Morago ga mo, ka bona baengele ba le bane, ba eme mo dintlheng tsoo nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tsa lefatshe tsoo nne, gore go se ka ga foka phefo epe mo lefatsheng, le fa e le mo lewatleng, le fa e le mo setlhareng sepe. Ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le sekano sa Modimo o o tshedileng; mme a goeletsa ka lentswe le le godileng, a goa baengele ba bane, ba ba neetsweng go tlhokofatsa lefatshe le lewatle. A re: “Lo se ka lwa tlhokofatsa lefatshe, le fa e le lewatle, le fa e le ditlhare, go tle go tsamaye re tshwaye batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng tsa bone pele.”

Revelation 7:4-8

Mme ka utlwa palo ya bone ba ba tshwailweng, e le 144 000, e le ba lotso longwe le longwe lwa bana ba Iseraele. Ba lotso lwa ga Juta ba tshwaiwa ba le 12 000; ba lotso lwa ga Rubene ba le 12 000; ba lotso lwa ga Gate ba le 12 000; ba lotso lwa ga Ašere ba le 12 000; ba lotso lwa ga Nafetali ba le 12 000; ba lotso lwa ga Manase ba le 12 000; ba lotso lwa ga Simeone ba le 12 000; ba lotso lwa ga Lefi ba le 12 000; ba lotso lwa ga Isakare ba le 12 000; ba lotso lwa ga Sebulone ba le 12 000; ba lotso lwa ga Benjamine ba tshwaiwa ba le 12 000.

Revelation 7:9-17

Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla; mme ba thela lošalaba lo logolo ba re: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.” Baengele botlhe ba bo ba eme tikologong ya setulo sa bogosi, le mo tikologong ya bagolwane, le ditshedi tse nne; mme ba wela ka difatlhogo fa pele ga setulo sa bogosi, ba obamela Modimo. Ba re: “Amen. Pako le kgalalelo, le botlhale, le malebogo le tlotlo, le nonofo, le thata, di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.” Mongwe wa bagolwane a nthaya a re: “Ba ba apereng dikobo tse ditshweu tse, ke bomang, mme ba tswa kae?” Ka mo raya ka re: “Morena wa me go itse wena.” Mme a nthaya a re: “Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana. Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng; ba o direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; yo o dutseng mo setulong sa bogosi o tlaa tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone. Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora; le letsatsi ga le ketla le ba babalela, le fa e le mogote ope, gonne Kwana yo o fa gare ga setulo sa bogosi, o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”

Revelation 8:1-6

E rile a kanolola sekano sa bosupa, ga tloga ga nna tuulalo mo legodimong, e ka ne e le ka bontlhanngwe jwa nako. Ka bona baengele ba supa, ba ba tleng ba eme fa pele ga Modimo; mme ba newa dinaka di supa. Moengele mongwe a tla a ema fa sebesong, a tshotse leiswana la gouta; mme a neelwa maswalo a le magolo, gore a a tlhakanye le merapelo ya baitshepi botlhe fa sebesong sa gouta, se se fa pele ga setulo sa bogosi. Mme mosi wa maswalo o na le merapelo ya baitshepi, wa tlhatlogela fa pele ga Modimo o tswa mo seatleng sa moengele. Moengele a tsaya leiswana; a le tsenya molelo wa sebeso, la tlala, mme a le latlhela mo lefatsheng; mme ga tloga ga nna ditumo tsa maru, le dikodu le dikgadima, le thoromo ya lefatshe. Baengele ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa, ba ipaakanyetsa go di letsa.

Revelation 8:7

Wa ntlha a letsa, mme ga tloga ga nna sefako le molelo, go tlhakanye le madi, mme ga latlhelwa mo lefatsheng; mme ntlha ya seraro ya lefatshe ya lailwa ke molelo, le ntlha ya seraro ya ditlhare ya lailwa ke molelo, le bojang jo botala jotlhe jwa lailwa ke molelo.

Revelation 8:8-9

Moengele wa bobedi a letsa, mme ya ne e kete thaba e kgolo e e tukang molelo ya thabuediwa mo lewatleng; mme ntlha ya seraro ya lewatle ya fetoga madi. Ntlha ya seraro ya ditshedi tse di mo lewatleng, e bong tsone tse di tshedileng, ya swa; le ntlha ya seraro ya dikepe ya senngwa.

Revelation 8:10-11

Moengele wa boraro a letsa, mme ga tloga ga wa naledi e kgolo mo legodimong, e tuka jaaka serumola, mme ya wela ntlha ya seraro ya dinoka, le ya metswedi ya metsi; leina la naledi eo ga twe, Longana; ntlha ya seraro ya metsi ya nna longana; mme batho ba le bantsi ba swa ka metsi, ka a fetotswa botlhoko.

Revelation 8:12-13

Moengele wa bone a letsa, mme ntlha ya seraro ya letsatsi ya itega, le ntlha ya seraro ya kgwedi, le ntlha ya seraro ya dinaledi; gore ntlha ya seraro ya tsone e fifale, le ntlha ya seraro ya motshegare e tlhoke lesedi, le bosigo jalo. Mme ka leba, mme ka utlwa ntswi yo motona mongwe a fofa mo gare ga legodimo, a goa ka lentswe le legolo, a re: “Ija! Ija! Ija wee! Ka ntlha ya ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya dikodu tse dingwe tsa dinaka tsa baengele ba bararo ba ba sa ntseng ba na le go di letsa.”

Revelation 9:1-12

Moengele wa botlhano a letsa, mme ka bona naledi e wetse fa fatshe e tswa legodimong; mme a newa sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso. Mme a bula molete o o se nang bolekeletso; mme ga tlhatloga mosi mo moleteng, o etsa mosi wa leubelo le letona, letsatsi la fifala le loapi, ka ntlha ya mosi wa molete. Ya re mo mosing ga tswela tsie mo lefatsheng; ya newa thata, jaaka diphepheng tsa lefatshe di na le thata. Mme ya rewa ga twe, e se ka ya tlhokofatsa bojang jwa lefatshe, le fa e le sepe se setala, le fa e le setlhare sepe, fa e se batho ba ba se nang lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone ba le bosi fela. Ya laiwa gore e se ka ya ba bolaya, e le gore ba utlwisiwe botlhoko ka dikgwedi di le tlhano; mme botlhoko jwa yone tsie jwa bo bo ntse jaaka botlhoko jwa phepheng fa e tlhaba motho. Mo metlheng eo batho ba tlaa senka loso, mme ba se ketla ba lo bona gope; ba tlaa eletsa go swa, mme loso lo ba tshabe. Popego ya tsie ya bo e tshwana jaaka ya dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa; mo tlhogong tsa yone ga bo go le jaaka e kete dirwalo tse di tshwanang le gouta, sefatlhogo sa yone sa bo se ntse jaaka e kete sefatlhogo sa motho. Ya bo e na le moriri o o ntseng jaaka moriri wa basadi, meno a yone a ntse jaaka meno a ditau. Ya bo e na le diiphemelo sehubeng, e kete dimatla tsa tshipi, mme mosumo wa diphuka tsa yone wa bo o etsa modumo wa dikara, le wa dipitse di le dintsi fa di sianela mo ntweng. E na le megatla e e ntseng jaaka ya diphepheng, le dipolela; mme thata ya go utlwisa batho botlhoko ka dikgwedi di le tlhano e mo megatleng ya yone. Kgosi ya yone e e e laolang ke moengele wa molete o o se nang bolekeletso; leina la yone ka Sehebere ke Abatone, mo puong ya Segerika o na le leina ga twe, Apolione. Tatlhego ya ntlha e fetile; bonang go sa ntse go tla ditatlhego di le pedi kwa morago.

Revelation 9:13-21

Moengele wa borataro a letsa, mme ka utlwa lentswe le tswa mo dinakeng tsa sebeso sa gouta se se fa pele ga Modimo. Mongwe a raya moengele wa borataro yo o tshotseng lonaka, a re: “Golola baengele ba bane ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Euferatese.” Mme baengele ba bane ba gololwa, ba ba neng ba baakanyeditswe e e leng yone nako, le letsatsi le kgwedi, le ngwaga, gore ba bolaye ntlha ya seraro ya batho. Palo ya dintwa tsa bapagami e ne e le didikadike di le 200; ka utlwa palo ya bone. Dipitse ka di bona jalo mo ponatshegelong, le ba ba di pagameng, ba na le diiphemelo dihubeng tse dikhibidu, le bodududu, le bosetlha; mme ditlhogo tsa dipitse tsa bo di ntse jaaka ditlhogo tsa ditau; go tswa mo ganong la tsone molelo, le mosi, le sulefura. Ntlha ya seraro ya batho ya bolawa ke dipetso tse tharo tse di tswang mo ganong la tsone, e bong molelo, le mosi, le sulefura. Gonne thata ya dipitse tse, e mo ganong la tsone, le mo megatleng ya tsone; gonne megatla ya tsone e tshwana le dinoga, e na le ditlhogo; mme di utlwisa botlhoko ka tsone. Mme ba ba setseng ba losika lwa batho, ba ba se kang ba bolawa ke dipetso tse, ga ba a ka ba ikwatlhaela ditiro tsa diatla tsa bone, le fa e le go khutla go obamela badimo le medimo ya disetwa ya gouta, le ya selefera, le ya kgotlho, le ya lentswe, le ya logong; e le dilo tse di sa ka keng tsa bona, le fa e le go utlwa, le fa e le go tsamaya: Le gone ga ba a ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone, le fa e le boloi jwa bone, le fa e le kgokafalo ya bone, le fa e le bogodu jwa bone.

Revelation 10:1-7

Ka bona moengele yo mongwe yo o thata, a fologa mo legodimong, a apere leru; mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe, sefatlhogo sa gagwe sa bo se ntse jaaka letsatsi, le maoto a gagwe a ntse jaaka dithogomosi tsa molelo; a bo a tshotse lokwalonyana ka seatla lo menolotswe; lonao lwa gagwe lo logolo a lo tlhoma mo lewatleng, le lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng; mme a goa ka lentswe le legolo, jaaka fa tau e duma; ya re a goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha dikodu tsa tsone. Mme ya re ditumo tse supa tsa maru di ntsha dikodu tsa tsone, ka bo ke re ke a kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa legodimong le re: “Kanela dilo tse ditumo tse di supang tsa maru di di boletseng, o se ka wa di kwala.” Mme moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng, a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong. A ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, yo o tlhodileng legodimo le dilo tse di mo go lone, le lefatshe le dilo tse di mo go lone, le lewatle le dilo tse di mo go lone, a re: “Lobaka ga lo ketla lo tlhola lo le gone; mme e tlaa re mo metlheng ya lentswe la moengele wa bosupa, fa a tlaa tloga a letsa, foo go bo go wediwa bosaitsiweng jwa Modimo, ka fa mafokong a a molemo a o a boleletseng baperofeti batlhanka ba one.”

Revelation 10:8-11

Lentswe le ke le utlwileng le tswa legodimong, ka ba ka le utlwa gape le mpuisa le re: “Ya o tseye lokwalo lo lo menolotsweng, lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.” Mme ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nneye lokwalonyana loo. Mme a nthaya a re: “Lo tseye, o lo je o lo swetse; lo tlaa fetola mala a gago a nna bogalaka, mo ganong la gago lo tlaa nna monate jaaka dinotshe.” Mme ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja ka lo swetsa; mme mo ganong la me lwa bo lo le monate jaaka dinotshe; ya re ke sena go lo ja, mala a me a fetoga a nna bogalaka. Ba nthaya ba re: “O na le go ba o perofesa gape ka ga batho ba le bantsi le merafe, le dipuo, le dikgosi.”

Revelation 11:1-6

Ka newa lotlhaka lo lo tshwanang le thobane; mme mongwe a re: “Ema o lekanye tempele ya Modimo, le sebeso, le ba ba obamelang mo go yone. Lolwapa lo lo kwa ntle ga tempele, o lo iteele kwa ntle, o se ka wa lo lekanya; gonne lone lo neilwe merafe; mme motse o o boitshepo ba tlaa o gataka ka dinao ka dikgwedi di le 42. Ke tlaa naya basupi ba me ba babedi taolo, mme ba tlaa bolela ka malatsi a le 1 260, ba apere letsela la kgetse.” Ba ke bone ditlhare tse pedi tsa matlhware, le ditlhomo tsa dipone tse pedi, tse di emeng fa pele ga Morena wa lefatshe. Fa motho, le fa e le mang, a eletsa go ba utlwisa botlhoko, molelo o tswe mo ganong la bone, o laile baba ba bone; mme fa motho mongwe a tlaa eletsa go ba utlwisa botlhoko, o na le go bolawa ka mokgwa o o ntseng jalo. Ba, ba na le thata ya go tswala legodimo, gore pula e se ne ka metlha ya go perofesa ga bone; mme ba na le thata mo metsing go a fetola madi, le go itaya lefatshe ka petso nngwe le nngwe gangwe le gape, ka fa ba eletsang ka teng.

Revelation 11:7-10

E tlaa re ba sena go wetsa tshupo ya bone, sebatana se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekeletso, se tlaa ba tlhasela, se ba fenya, se ba bolaya. Ditoto tsa bone di tlaa namalala mo mmileng wa motse o mogolo, o o bidiwang Sotoma le Egepeto, ka mokgwa wa semowa, kwa le ene Morena wa bone o bapotsweng gone. Mme batho e le ba ditšhaba, le ba ditso, le ba dipuo, le ba merafe, ba tlaa leba ditoto tsa bone ka malatsi a le mararo le ntlha e nngwe ya letsatsi, ba sa leseletse ditoto tsa bone go tsenngwa mo phupung. Ba ba agileng mo lefatsheng ba itumela ka ga bone, ba dira mokete ka ntlha ya bone; mme ba tlaa naana dineo; ka baperofeti ba babedi bao ba ne ba tlhokofatsa ba ba agileng mo lefatsheng.

Revelation 11:11-14

Morago ga malatsi a mararo a a nang le ntlha e nngwe ya letsatsi, mowa wa botshelo o o tswang Modimong wa tsena mo go bone, mme ba ema ka dinao; poifo e kgolo ya wela ba ba ba bonang. Ba utlwa lentswe le legolo, le le tswang legodimong le ba raya le re: “Tlhatlogelang kwano.” Ba tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung; baba ba bone ba ba bona. Ya re mo nakong eo ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe, ntlha ya lesome ya motse ya wa; ya re mo thoromong ya lefatshe ga bolawa batho ba le 7 000. Ba bangwe ba tsenwa ke poifo, ba naya Modimo wa legodimo kgalalelo. Tatlhego ya bobedi e fetile; bonang, Tatlhego ya boraro e akofa e tla.

Revelation 11:15-19

Moengele wa bosupa a letsa; ga tloga ga nna mantswe a magolo mo legodimong a re: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Bagolwane ba ba 24, ba ba dutseng mo ditulong tsa bone tsa bogosi fa pele ga Modimo, ba wela fa fatshe ba obamela Modimo. Ba re: “Re go ntshetsa malebogo Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone, ka e le fa o itseetse thata ya gago e kgolo, o a busa. Ditšhaba tsa tlala bogale, mme bogale jwa gago jwa tla, le lobaka lwa baswi go atlholwa, le lobaka lwa go naya baperofeti batlhanka ba gago tuelo ya bone, le baitshepi, le ba ba boifang leina la gago, bannye le bagolo; le lwa go senya ba ba senyang lefatshe.” Mme ga bulwa tempele ya Modimo e e mo legodimong; ga bo go bonala letlole la kgolagano ya one mo tempeleng ya one; mme ga tloga ga nna dikgadima, le dikodu le ditumo tsa maru, le thoromo ya lefatshe, le sefako se segolo.

Revelation 12:1-6

Ga bonala sesupo se segolo mo legodimong; e bong mosadi a apere letsatsi, kgwedi yone e le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12. A bo a le moimana; mme a goa ka go iteka mo pelegong, a le mo botlhokong jwa go gololwa. Mme ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong; bonang, ga bo go le kgogela e kgolo e le khibidu, e na le ditlhogo di supa, le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di supa. Mogatla wa yone, wa bo o goga ntlha ya seraro ya dinaledi tsa legodimo, mme ya di latlhela kwa lefatsheng. Kgogela ya ema fa pele ga mosadi yo o tlaa tlogang a belega, gore e tle e re a sena go belega, e be e je ngwana wa gagwe. Mme a belega ngwana, ngwana wa mosimane, yo e leng ene yo o tlaa busang ditšhaba tsotlhe ka tsamma ya tshipi; mme ngwana wa gagwe a phamolwa a isiwa kwa Modimong, le kwa setulong sa one sa bogosi. Mosadi a tshabela kwa nageng kwa o baakanyeditsweng bonno ke Modimo teng, gore ba tle ba mo otlele gone ka malatsi a le 1 260.

Revelation 12:7-12

Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone; mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong. Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo. Ka utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Gompieno go tsile poloka, le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa one; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motshegare le bosigo, o piriganyeditswe kwa tlase. Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong. Ke gone a lo ke lo itumeleng, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go one. A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.”

Revelation 12:13-17

E rile kgogela e lemoga fa e latlhetswe kwa tlase kwa lefatsheng, ya bogisa mosadi yo o belegang ngwana wa mosimane. Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi yo motona, gore a fofele kwa nageng, kwa bonnong jwa gagwe, kwa o otlwang teng ka motlha, le metlha, le ntlha e nngwe ya motlha, a itshabisa sefatlhogo sa noga. Mme noga ya tšhabanya metsi ka legano sehularong sa mosadi, a nna jaaka noka; e le gore noka e tle e mo tseye. Lefatshe la thusa mosadi, lefatshe la atlhamologa, la metsa noka e kgogela e e tšhabantseng ka legano la yone. Kgogela ya nna bogale le mosadi, ya feta ya ya go tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe, ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu; mme ya ema fa mošaweng wa lewatle.

Revelation 13:1-6

Ka bona sebatana sengwe se tlhatloga mo lewatleng, se na le dinaka di le some le ditlhogo di supa, mo dinakeng tsa sone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di le some, mo ditlhogong tsa sone ga bo go le maina a tlhapatso. Sebatana se ke se bonyeng sa bo se tshwana le nkwe, maroo a sone a bo a ntse jaaka maroo a bera, molomo wa sone o ntse jaaka molomo wa tau; mme kgogela ya se naya thata ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo. Ka bona tlhogo nngwe ya sone, e kete e kile ya rengwa ya swa; mme go rengwa ga yone ga loso ga bo go fodile; mme lefatshe lotlhe la gakgamalela sebatana se, la se sala morago; mme ba obamela kgogela, ka e neile sebatana taolo ya yone; ba obamela sebatana ba re: “Mang yo o tshwanang le sebatana? Mang yo o nonofileng go tlhabana le sone?” Mme sa newa molomo o o buang dilo tse dikgolo le ditlhapatso; sa newa taolo ya go tswelela pele ka dikgwedi di le 42. Mme sa tswa molomo sa tlhapatsa Modimo, sa tlhapatsa leina la one, le bonno jwa one, e bong bone ba ba ntseng mo legodimong.

Revelation 13:7-10

Sa newa go epela baitshepi dira, le go ba fenya; sa newa taolo mo lotsong longwe le longwe, le tšhaba, le puo, le morafe. Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa se obamela, e bong mongwe le mongwe yo leina la gagwe le se kang la kwalwa mo lokwalong lwa botshelo lwa Kwana, yo o sa leng ka a tlhajwa lefatshe le thaiwa. Fa motho le fa e le mang a na le tsebe, a a utlwe. Fa motho le fa e le mang a rata go isa ba bangwe botshwarong, ene o ya botshwarong; fa motho a rata go bolaya ka tšhaka, ene o na le go bolawa ka tšhaka. Mo ke gone mo go bonalang bopelotelele jwa baitshepi, le tumelo ya bone.

Revelation 13:11-15

Ka bona sebatana se sengwe se tlhatloga mo lefatsheng; sa bo se na le dinaka di le pedi jaaka kwana, sa bo se bua jaaka kgogela. Se dira ka taolo yotlhe ya sebatana sa pele mo ponong ya sone. Se patelela lefatshe le ba ba agileng mo go lone, gore ba obamele sebatana sa pele, se go rengwa ga sone ga loso go ne go fodile. Se dira ditshupo tse dikgolo, se be se tle se folose molelo kwa legodimong, o tle mo lefatsheng mo ponong ya batho. Se tsietsa ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya ditshupo tse se neilweng thata ya go di dira mo ponong ya sebatana; se reye ba ba agileng mo lefatsheng se re, ba direle sebatana setshwantsho, e bong sone se se nang le lobadi lwa tšhaka, mme se tshedile. Sa newa thata ya go se tsenya mowa, e bong setshwantsho sa sebatana, gore se bue, se be se dire gore botlhe ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebatana ba bolawe.

Revelation 13:16-18

Mme se patelele botlhe, bannye le bagolo, bahumi le bahumanegi, ba e leng bana ba motse le batlhanka, gore ba bewe lotshwao mo seatleng se segolo, kgotsa mo phatleng; le gore go se nne motho ope yo o ka rekang le fa e le go bapatsa, fa e se yo o nang le lotshwao, e bong leina la sebatana, kgotsa palo ya leina la sone. Botlhale ke jo. Yo o nang le tlhaloganyo, a a bale palo ya sebatana; gonne ke palo ya motho: palo ya sone ke 666.

Revelation 14:1-5

Ka leba, mme bonang, Kwana a bo a eme mo thabeng ya Sione, a na le batho ba le 144 000, ba ba kwadilweng leina la gagwe, le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone. Ka utlwa lentswe le tswa legodimong, le ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, le bile le ntse jaaka tumo e kgolo ya maru; mme lentswe le ke le utlwileng la bo le ntse jaaka fa baharepi ba letsa diharepa tsa bone. Ba opela e kete sefela se seša fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane; mme go bo go se motho ope yo o ka ithutang sefela seo, fa e se ba ba 144 000, e bong ba ba tswang go rekwa mo lefatsheng. Bao ke ba ba se kang ba leswefala ka basadi; gonne ke makgarebane. Bao ke ba ba bopelang Kwana gongwe le gongwe kwa o yang teng. Bao ba tswa go rekwa mo bathong, gore ba nne mabutswelapele a Modimo le a Kwana. Mme mo melomong ya bone go se ka ga fitlhelwa leaka lepe; ga ba na bogale bope.

Revelation 14:6-8

Ka bona moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le Mafoko a a Molemo a a sa khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo, le batho; mme a bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.” Mme moengele yo mongwe, e le wa bobedi, a tla morago ga yoo, a re: “Babilone yo mogolo o ole, o ole, o o dirileng gore merafe yotlhe e nosiwe bojalwa jwa bogale jo bo tsositsweng ke kgokafalo ya gagwe.”

Revelation 14:9-12

Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bone, a bua ka lentswe le legolo a re: “Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a iteseletsa go tshwaiwa mo phatleng, kgotsa mo seatleng, le ene o tlaa nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana. Mme mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae; ga ba na tapologo motshegare le bosigo, e bong bone ba ba obametseng sebatana le setshwantsho sa sone, le botlhe ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa leina la sone.” Bopelotelele jwa baitshepi ke jone joo, e bong jwa ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo, le tumelo mo go Jesu.

Revelation 14:13

Ka utlwa lentswe le le tswang legodimong le re: “Kwala, o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng, go simolola fano le go ya pele. “Ee,” go bua Mowa, “gore ba bone tapologo mo letsapeng la bone; gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.”

Revelation 14:14-16

Ka leba, mme bonang, leru le lesweu; mo lerung ka bona mongwe a dutse, a tshwana le Morwa Motho, a rwele serwalo sa gouta mo tlhogong, mme a tshotse thipa e e bogale ya mabele ka seatla. Mme moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng, a tlhaeleletsa yo o dutseng mo lerung ka lentswe le legolo, a re: “Ntshetsa thipa ya gago kwa ntle, o sege; gonne lobaka lwa go sega lo tsile; gonne mabele a lefatshe a omeletse.” Mme yo o dutseng mo lerung a latlhela thipa ya gagwe mo lefatsheng; mme lefatshe la rojwa.

Revelation 14:17-20

Moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng e e mo legodimong, le ene a tshotse thipa e e bogale ya mabele. Moengele yo mongwe a tswa fa sebesong, e bong yo o nang le taolo mo molelong; mme a tlhaeletsa yo o tshotseng thipa e e bogale ka lentswe le legolo, a re: “Ntshetsa thipa ya gago e e bogale kwa ntle, o phuthe masitlha a mofine wa lefatshe; gonne difine tsa jone di budule thata.” Mme moengele a latlhela thipa ya gagwe mo lefatsheng, a kgaola mefine ya lefatshe, a e latlhela mo segatisetsong sa mafine, e bong mo segatisetsong, se segolo sa bogale jwa Modimo. Segatisetso sa gatelwa kwa ntle ga motse, mme ga tswa madi mo segatisetsong, a fitlha mo dikgoleng tsa megala ya dipitse, a tswela kwa bokgakaleng jwa dikilometara di le 300.

Revelation 15:1

Ka bona sesupo se sengwe mo legodimong, se segolo le se se gakgamatsang, e bong baengele ba supa, ba tshotse dipetso di supa tse e leng tsa bofelo, gonne bogale jwa Modimo bo fediwa ka tsone.

Revelation 15:2-4

Ka bona e kete lewatle la segalase go tlhakanye le molelo; le ba ba fitlhang ba tswa go fenya sebatana le setshwantsho sa sone; le palo ya leina la sone, ba eme fa lewatleng leo la segalase, ba tshotse diharepa tsa Modimo. Ba bo ba opela sefela sa ga Moše motlhanka wa Modimo, le sefela sa ga Kwana, ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamatso, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di tshiamo le boammaaruri, Kgosi ya metlha. Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; gonne merafe yotlhe e tlaa tla e obamela fa pele ga gago; gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di bonaditswe.”

Revelation 15:5-8

Morago ga dilo tse ka leba, mme tempele ya motlaagana wa tshupo mo legodimong ya bulwa. Mo tempeleng ga tswa baengele ba supa, ba tshotse dipetso di supa, ba kgabisitswe ka majana a a tlhokegang, a mantle le a a phatsimang, ba iphapile mafatlha ka meiphapo ya gouta. Mme sengwe sa ditshedi tse nne sa neela baengele ba supa megotšana ya gouta e supa, e tletse bogale jwa Modimo o o tshedileng ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo, le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go tsena mo tempeleng dipetso tsa baengele ba supa di ise di be di fele pele.

Revelation 16:1

Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo tempeleng, le raya baengele ba supa le re: “Tsamayang lo ye go thela bogale jwa Modimo jwa megotšana e supa mo lefatsheng.”

Revelation 16:2

Mme wa ntlha a ya a thela ga mogotšana wa gagwe mo lefatsheng; mme ga tloga ga tswa ntho e mpe le e e botlhoko mo bathong ba ba tshwailweng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obamelang setshwantsho sa sone.

Revelation 16:3

Wa bobedi a thela ga mogotšana wa gagwe mo lewatleng; mme la fetoga madi, e kete a motho yo o suleng; mme ditshedi tsotlhe tsa swa, e bong dilo tse di mo lewatleng.

Revelation 16:4-7

Wa boraro a thela ga mogotšana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metsi; mme tsa fetoga madi. Ka utlwa moengele wa metsi a re: “O tshiamo, wena Moitshepi, yo o gone le yo o neng o ntse o le gone; ka o atlhotse jalo; gonne ba tsholotse madi a baitshepi le a baperofeti, o bile o ba nositse madi; go ba tshwanetse.” Ka utlwa seboso se re: “Ee, Morena Modimo, Mothatayotlhe, dikatlholo tsa gago di boammaaruri le tshiamo.”

Revelation 16:8-9

Wa bone a thela ga mogotšana wa gagwe mo letsatsing; mme a newa gore a fise batho ka molelo. Mme batho ba fisiwa ke mogote o mogolo; mme ba tlhapatsa leina la Modimo o o nang le thata mo go tsone dipetso tse; mme ga ba a ka ba ikwatlhaya ba o galaletsa.

Revelation 16:10-11

Wa botlhano a thela ga mogotšana wa gagwe mo setulong sa bogosi sa sebatana; mme bogosi jwa sone jwa fifala; mme ba itshotlha diteme ka botlhoko. Ba ba ba tlhapatsa Modimo wa legodimo, ka ntlha ya matlhoko a bone, le dintho tsa bone; mme ba se ka ba ikwatlhaela ditiro tsa bone.

Revelation 16:12

Wa borataro a thela ga mogotšana wa gagwe mo nokeng e kgolo, noka ya Euferatese; mme metsi a yone a kgala, gore tsela e tle e baakanyediwe dikgosi tse di tswang kwa botlhabatsatsi.

Revelation 16:13-16

Mme ka bona fa go tswa mo ganong la kgogela, le mo ganong la sebatana, le mo ganong la moperofeti yo e seng ene, mewa e e maswe e le meraro, e kete digwagwa: Gonne ke mewa e e maswe dirang ditshupo; e e tswelang kwa dikgosing tsa lefatshe lotlhe, e ya go di phuthela kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe. “Bona, ke tla jaaka legodu. Go sego yo o disang, a boloka diaparo tsa gagwe, gore a se tsamaye a sa apara, mme batho ba bona ditlhong tsa gagwe.” Mme ya di phuthela mo felong fa go bidiwang Haremagetone, mo puong ya Sehebere.

Revelation 16:17-21

Wa bosupa a thela ga mogotšana wa gagwe mo loaping; mme ga tswa lentswe le legolo mo tempeleng, mo setulong sa bogosi, la re: “Go fedile!” Ga bo go le dikgadima, le dikodu, le ditumo tsa maru; mme ga bo go le thoromo e kgolo ya lefatshe, e e sa leng ka batho ba nna mo lefatsheng ba iseng ba e bone e le kalo gope, e le thoromo e kgolo ruri, le e e thata. Motse o mogolo wa kgaoganngwa seraro, mme metse ya merafe ya wa; le Babilone o mogolo wa gopolwa mo ponong ya Modimo, gore o newe senwelo sa bojalwa jwa tšhakgalo ya bogale jwa one. Mme ditlhake tsotlhe tsa fofela koo, le dithaba tsa se ka tsa fitlhelwa. Sefako se sekima sa wela mo bathong, se tswa legodimong, tlhaka nngwe le nngwe e le bokete jwa dikilokerame di le 50; mme batho ba tlhapatsa Modimo ka ntlha ya petso ya sefako; ka petso ya sone e le kgolo thata.

Revelation 17:1-7

Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba tshotseng megotšana e supa, a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go supetsa tshekiso ya seaka se segolo se se dutseng mo metsing a mantsi; se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba ne ba tagisiwa ke bojalwa jwa kgokafalo ya sone.” Mme a ntsaya a nkisa kwa gare ga naga ke le mo moweng; ka ya ka bona mosadi a pagame sebatana sengwe se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo, se bile se tletse maina a tlhapatso, se le ditlhogo di supa le dinaka di le some. Mosadi a bo a apere bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, a kgabisitswe ka gouta le majana a a tlhokegang le diperela, a tshotse mo seatleng senwelo sa gouta se se tletseng tse di makgapha, e bong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe. Mo phatleng ya gagwe ga bo go kwadilwe leina go twe: “Boteng, Babilone o mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lefatshe.” Ka bona mosadi fa a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a basupi ba ga Jesu. Mme ya re ke mmona ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo. Moengele a nthaya a re: “O ne o gakgamalelang? Ke tlaa go bolelela boteng jwa mosadi yo, le jwa sebatana se o se pagameng, se se ditlhogo di supa le dinaka di some.

Revelation 17:8-13

Sebatana se o se bonyeng se ne se leyo, mme ga se tlhole se leyo; se tloga se tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekeletso, se ya tatlhegong. Ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa gakgamala, e bong bone ba e sa leng ka lefatshe le thaiwa, maina a bone a se kang a kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, ba tlaa gakgamala mogang ba bonang sebatana, ka fa se ne se le yo ka teng, se se tlhole se le yo, e bile se tloga se tla. “Mogopolo o o nang le botlhale ke one o. Ditlhogo di supa ke dithaba di supa tse mosadi o dutseng mo go tsone; e bile ke dikgosi di supa; tse tlhano di setse di ole, e nngwe e sa le teng, e nngwe ga e ise e tle; mogang e tlang, e na le go nna ka lobakanyana. Le sebatana se se neng se le yo, le sone ka sosi ke kgosi nngwe ya 8, ke yoo rra tsone tse supa; e ya tatlhegong. “Dinaka tse some tse o di bonyeng, ke dikgosi di le some, tse gompieno di iseng di amogele bogosi bope; di amogela taolo jaaka dikgosi, di pataganye le sebatana ka nako e le nngwe fela. Dikgosi tse, di maikutlo a le mangwe fela, di naya sebatana thata ya tsone le taolo.

Revelation 17:14-18

Tse, di tlaa tlhabana le Kwana, mme Kwana o tlaa di fenya, gonne ke ene Morena wa barena, le Kgosi ya dikgosi; le bone ba o nang nabo, ba tlaa fenya e le ba ba biditsweng, ba itshenketswe, ba boikanngo.” Mme a nthaya a re: “Metsi a o a bonyeng kwa seaka se dutseng teng, ke ditšhaba, le boidiidi jwa batho, le merafe, le dipuo. Mme dinaka tse some tse o di bonyeng, le sone sebatana, di tlaa ila seaka seo, di tlaa se dira tshwafatso le bosaikatega, di tlaa ja nama ya sone, di se fisetsa ruri ka molelo. Gonne Modimo o gakolotse dipelo tsa tsone go tla di dira maikutlo a one, le gore di nne boikutlo bo le bongwe fela, di be di neye sebatana bogosi jwa tsone, go tle go tsamaye mafoko a Modimo a dirafale. “Mosadi yo o mmonyeng ke motse o mogolo, o o busang dikgosi tsa lefatshe.”

Revelation 18:1-3

E rile morago ga dilo tse ka bona moengele yo mongwe a fologa mo legodimong, a na le taolo e kgolo; mme lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe. Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re: “Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe le boitswalelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo jwa nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang. Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe.”

Revelation 18:4-8

Ka utlwa lentswe le lengwe le le tswang legodimong le re: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe: Gonne dibe tsa gagwe di ile go fitlha le kwa legodimong, Modimo o gakologetswe maikepo a gagwe. Mo abeleng fela jaaka a ne a tle a abe, mme lo mo tlhatlaganyetse tlhatlaganyo ka fa ditirong tsa gagwe; mo senwelong se o se tlhakantseng, lo mo tlhakanyetse mo go sone sebedi. Lo mo lekanyetse tlhokofatso le selelo ka fa selekanyong sa go ikgalaletsa ga gagwe, le go hoahoega ga gagwe; gonne o ithaya mo pelong a re: ‘Ke dutse ke le kgosi mohumagadi, ga ke motlholagadi, ga nketla ke bona selelo gope.’ Ke gone ka moo dipetso tsa gagwe di tlaa tlang ka letsatsi le le lengwe fela, e bong loso, le selelo, le popamo; o tlaa fisediwa ruri ka molelo, gonne go thata Morena Modimo o o mo atlhotseng.”

Revelation 18:9-22

Le dikgosi tsa lefatshe tse di gokafetseng nae, tsa ba tsa hoahoega nae, di tlaa lela, di mo lelelela godimo, mogang di bonang mosi wa go ša ga gagwe, di emetse kgakala, ka go boifa tlhokofatso ya gagwe, di re: “Ija! Ija! We! A motse wa mogolo! Babilone motse o o thata! Gonne tshekiso ya gago e fitlhile ka nako e le nngwe fela.” Babapatsi ba ba mo lefatsheng ba lela ba mo hutsafalela, gonne go sa tlhole go le motho ope yo o rekang dithoto tsa bone; thoto ya gouta, ya selefera, ya majana a a tlhokegang, ya diperela, ya leloba le le boleta, le ya bohibidu jo bo mokgona, le ya sei, le ya bohibidu jo bo letlhololo; le ya dikgong tsotlhe tse di tlhokegang thata, ya sejana sengwe le sengwe sa naka lwa tlou, le ya sejana sengwe le sengwe se se dirilweng ka logong lo lo thata go rekwa, le sa kgotlho, le sa tshipi le sa marebele; le thoto ya kinamone, le ya ditswaiso, le ya maswalo, le ya setlolo, le ya lebano, le ya bojalwa jwa mofine, le ya lookwane, le ya setou, le ya mabele, le ya dikgomo, le ya dinku; le thoto ya dipitse le, ya dikara, le ya batlhanka; le ya mewa ya batho. “Maungo a mowa wa gago o a eleditseng a tlogile mo go wena, le dilo tsotlhe tse di metsegang, le tse di kgorwang di go senyegetse, mme batho ga ba ketla ba tlhola ba di fitlhela gope!” Babapatsi ba dilo tseo, ba ba kileng ba humisiwa ke ene, ba tlaa emela kgakala ka go boifa tlhokofatso ya gagwe, ba lela, ba hutsafala; ba re: “Ija! Ija wee! A motse wa mogolo! One o o neng o apere leloba le le boleta, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo; wa ba wa kgabisiwa ka gouta, le ka majana a a tlhokegang, le ka diperela! Gonne mahumo a a kalokalo a swafaditswe ka nako e le nngwe fela.” Le mongwe le mongwe yo e leng mong wa sekepe, le mongwe le mongwe yo o etelang gongwe le gongwe ka sekepe, le ba e leng batho ba lewatle, le botlhe ba ba ipapalelang ka lewatle, ba emela kgakala, mme ba lelela godimo ka ba bona mosi wa go ša ga one, ba re: “Ana motse, e ka nna ofe o o tshwanang le motse o mogolo o?” Mme ba ikubuela lorole mo ditlhogong, ba gala ka go lela le ka go hutsafala, ba re: “Ija! Ija wee! A motse wa mogolo! O botlhe ba ba neng ba na le dikepe mo lewatleng ba humisitsweng mo go one ka tlhwatlhwa e kgolo ya one; gonne o swafaditswe ka nako e le nngwe fela. Wena legodimo, o o jele koma, le lona baitshepi, le lona baaposetole, le lona baperofeti; gonne Modimo o o atlhotse ka fa lo kileng lwa atlholwa ke one motse oo ka gone.” Mme moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re: “Babilone, motse o mogolo o tlaa piriganngwa jalo ka piriganyo e kgolo, mme ga o ketla o tlhola o bonwa gope. Mantswe a baharepi, le a baopedi le a baletsi ba ditlhaka, le a ba dinaka, ga a ketla a tlhola a utlwala gope mo go wena; le modiri, le fa e ka bo e le wa tiro e e ntseng jang, ga a ketla a tlhola a bonwa mo go wena gope; le modumo wa lolwala ga o ketla o tlhola o utlwala mo go wena gope;

Revelation 18:23-24

le lesedi la lampa ga le ketla le tlhola le phatsima mo go wena gope; le lentswe la monyadi le la monyadwi, ga le ketla le tlhola le utlwala mo go wena gope; gonne babapatsi ba ba mo go wena e ne e le dikgosana tsa lefatshe; gonne merafe yotlhe e ne e tsiediwa ke boloi jwa gago. Mme ga fitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go one, le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”

Revelation 19:1-6

E rile morago ga dilo tse ka utlwa e kete lošalaba lo logolo lwa boidiidi jo bogolo jwa batho mo legodimong, le re: “Haleluja! Poloka, le kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo wa rona. Gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri le tshiamo; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kileng sa bodisa lefatshe ka kgokafalo ya sone, mme o lefeditse madi a batlhanka ba one mo seatleng sa sone.” Mme ba fela ba bua lwa bobedi ba re: “Haleluja! Mosi wa gagwe o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Bagolwane ba ba 24, le ditshedi tse nne, ba wela fa fatshe, ba obamela Modimo o o dutseng mo setulong sa bogosi ba re: “Amen! Haleluja!” Lentswe la tswa mo setulong sa bogosi la re: “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba one, lona ba lo o boifang, bannye le bagolo.” Ka utlwa e kete lošalaba lwa boidiidi jo bogolo jwa batho, lo bile lo ntse jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, lo bile lo ntse jaaka ditumo tse dikgolo tsa maru lo re: “Haleluja! Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa.

Revelation 19:7-10

A re itumeleng, re ipeleng thata, a re o galaletse; gonne nyalo ya Kwana e fitlhile, le mosadi wa gagwe o ipaakantse. Mme mosadi a neelwa gore a ikapese ka leloba le le boleta, le le phatsimang, le lentle.” Gonne leloba le le boleta ke ditiro tse di siameng tsa baitshepi. Mme a nthaya a re: “Kwala o re: ‘Go sego ba ba lalelediwang selalelo sa nyalo ya Kwana!’ ” A nthaya a re: “A ke mafoko a ammaaruri a Modimo.” Ka wela fa pele ga dinao tsa gagwe ka re ke a mo obamela. A nthaya a re: “O se ka wa ba wa go dira moo; ke motlhanka ka wena, le ka ba gaeno ba ba bolokileng tshupo ya ga Jesu. Obamela Modimo; gonne tshupo ya ga Jesu ke mowa wa thuto.”

Revelation 19:11-16

Ka bona legodimo le atlhamologile. Bonang, ga bo go le pitse e tshweu, le yo o e pagameng go twe, Boikanngo le Boammaaruri; o a atlhola, o bile o dira ntwa mo tshiamong. Matlho a gagwe ke kgabo ya molelo, mo tlhogong ya gagwe go dirwalo di le dintsi tsa mekgabo; o kwadilwe leina le go seng ope yo o le itseng fa e se ene esi fela. O apere seaparo se se kgatshegileng madi; mme leina la gagwe go twe, Lefoko la Modimo. Dintwa tse di mo legodimong tsa mo sala morago, di pagame dipitse tse ditshweu, ba apere leloba le le boleta, le le lesweu le lentle. Mo ganong la gagwe ga tswa tšhaka e e bogale, gore a kgemethe merafe ka yone; mme o tlaa di busa ka tsamma ya tshipi; o gata segatisetso sa bojalwa sa bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe. Mo seaparong sa gagwe le ka fa seropeng sa gagwe, go kwadilwe leina go twe: KGOSI YA DIKGOSI, LE MORENA WA BARENA.

Revelation 19:17-18

Mme ka bona moengele mongwe a eme mo letsatsing; mme a kua ka lentswe le legolo, a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang fa gare ga loapi lwa legodimo a re: “Tlang lo phuthegele selalelo se segolo sa Modimo; gore lo je nama ya dikgosi, le nama ya beng ba mephato, le nama ya banna ba ba thata, le nama ya dipitse, le ya ba ba di pagameng, le nama ya batho botlhe, ba e leng bana ba motse le batlhanka, bannye le bagolo.”

Revelation 19:19-21

Ka bona sebatana, le dikgosi tsa lefatshe, le dintwa tsa tsone, di kokoanetse ene yo o pagameng pitse le ntwa ya gagwe, go tlhabana nae. Mme sebatana sa tshwarwa, se na le moperofeti yo e seng ene, yo o dirileng ditshupo mo ponong ya sone, tse o tsieditseng ka tsone ba ba tshwailweng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obamelang setshwantsho sa sone; mme ka bobedi jwa bone ba latlhelwa ba sa tshedile, mo bodibeng jwa molelo jo bo šang ka sulefura. Ba bangwe ba bolawa ka tšhaka ya yo o pagameng pitse, e bong ka tšhaka e e tswang mo ganong la gagwe; mme dinonyane tsotlhe tsa kgora nama ya bone.

Revelation 20:1-3

Ka bona moengele mongwe a fologa mo legodimong, mme ka seatla a tshotse sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso, le keetane e kgolo. Mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, e e leng Diabolo le Satane, a mo golega kgolego ya dinyaga di le sekete. A mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekeletso, mme a o tswala, a ba a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa merafe, go tsamaya dinyaga tse di sekete di feta pele; morago ga moo o tlaa bona go gololwa ka lobakanyana.

Revelation 20:4-6

Ka bona ditulo tsa bogosi, batho ba dula mo go tsone, ba neelwa katlholo; ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya tshupo ya ga Jesu, le ka ntlha ya lefoko la Modimo, le ba ba se kang ba obamela sebatana, le fa e le setshwantsho sa sone, le gone ba se ka ba iteseletsa go tshwaiwa lotshwao mo diphatleng, le mo diatleng tsa bone; mme ba tshela ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di le sekete. Baswi ba ba setseng ba se ka ba tshela, ga ba ga tla ga tsamaya dinyaga tse di sekete tsa feta pele. E ke yone tsogo ya ntlha. Go sego, go bile go boitshepo yo o nang le kabelo mo tsogong ya ntlha; bao, loso lwa bobedi ga lo na thata mo go bone; ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tlaa busa nae ka dinyaga di le sekete.

Revelation 20:7-9

E tlaa re dinyaga tse di sekete di sena go feta, Satane o tlaa gololwa mo ntlong ya kgolegelo ya gagwe. Mme o tlaa tswa a ya go tsietsa merafe e e mo dintlheng tsoo nne tsa lefatshe, Goge le Magoge, go ba phuthela kwa ntweng; ba palo ya bone e ntseng jaaka ya mošawa wa lewatle. Ba saila, ba ralala boatlhamo jwa lefatshe, ba dika botlhaolelo jwa baitshepi, le one motse o o rategang; mme molelo wa fologa mo legodimong, wa ba laila.

Revelation 20:10

Diabolo yo o ba tsieditseng a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le sulefura, kwa sebatana le moperofeti yo e seng ene le bone ba leng teng; mme ba tlaa tlhokofadiwa motshegare le bosigo, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Revelation 20:11-15

Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng. Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone. Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso lwa ntsha baswi ba ba mo go lone, le Bobipo jalo; ba atlholwa botlhe ka fa ditirong tsa bone. Loso lwa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, le Bobipo jalo. Lo ke lone loso lwa bobedi, e bong bodiba jwa molelo. Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, o ne a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.

Revelation 21:1-2

Ka bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le le yo. Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe.

Revelation 21:3-9

Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setulong sa bogosi le re: “Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.” Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko. Yo o fenyang o tlaa rua dilo tse, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe, le ene o tlaa nna morwaake. Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.” Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba neng ba tshotse megotšana e supa, ba ba rweleng dipetso di supa tsa bofelo; mme a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go bontsha monyadwi, mosadi wa ga Kwana.”

Revelation 21:10-21

Mme a ntsaya ke le mo Moweng, a nkisa mo thabeng e kgolo e e godileng, a mpontsha motse o o boitshepo, Jerusalema, o fologa mo legodimong kwa Modimong. O na le kgalalelo ya Modimo; go phatsima ga one ga bo go tshwana le lentswe le le tlhokegang thata, e kete lentswe la jasepere, le le phepa jaaka legakwa. O na le lorako lo logolo lo lo godileng; o na le dikgoro di le 12, go le baengele ba le 12 fa dikgorong; tsone tsa bo di kwadilwe maina, a e leng maina a ditso tse 12 tsa bana ba Iseraele. Ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi ga bo go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya botsheka go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya borwa go le dikgoro di le tharo; ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi go le dikgoro di le tharo. Lorako lwa motse lwa bo lo na le metheo e le 12, mo go lone go le maina a le 12 a baaposetole ba ba 12 ba Kwana. Yo o buang le nna a bo a tshotse lotlhaka lwa gouta, e le selekanyo sa go lekanya motse, le mejako ya one, le lorako lwa one. Motse wa bo a agilwe o le dintlha di le nne di lekalekanye fela, mme boleele jwa one bo le kana ka boatlhamo. Mme a lekanya motse ka lotlhaka, wa fitlhelwa o le dikilometara di le 2 400, go le boleele, le boatlhamo, le bogodimo jwa one, ga bo go lekalekanye fela. A lekanya lorako lwa one, lwa fitlhelwa lo le bogodimo jwa dimetara di le 60 ka fa selekanyong sa motho, ke go re, sa moengele. Mo go agiweng, lorako lwa one lo ne lo agilwe ka jasepere; motse o le gouta fela e e itshekileng, e tshwana le galase e e itshekileng. Metheo ya lorako lwa motse e ne e kgabisitswe ka majana mangwe le mangwe a a tlhokegang. Motheo wa ntlha e le jasepere; wa bobedi, safire; wa boraro, kalesetone; wa bone emerelete; wa botlhano, saretonikese; wa borataro saredio; wa bosupa kerisolete; wa bo 8, berile; wa bo 9, topase; wa bosome, kerisoperase; wa bo 11, jasinthe; wa bo 12, amethesete. Ditswalo tsa dikgoro tse di 12 e ne e le diperela di le 12; setswalo sengwe le sengwe e le perela e le nngwe fela; mmila wa motse e le gouta fela e e itshekileng, e kete galase e e phepa gotlhe fela.

Revelation 21:22-27

Ga ke a ka ka bona tempele mo go one, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe, le Kwana, ke tempele ya one. Mme motse ga o batle gore letsatsi le o phatsimele, le fa e le kgwedi; gonne kgalalelo ya Modimo e ne e o bonesa, le lampa ya one ke Kwana. Merafe e tlaa tsamaya mo gare ga lesedi la one; le dikgosi tsa lefatshe di tlisa kgalalelo ya tsone mo go one. Dikgoro tsa one ga di ketla di tswalwa gope go le motshegare, gonne ga go ketla go nna bosigo teng. Mme ba tlaa tlisa kgalalelo le tlotlo ya merafe mo go one. Ga go ketla go tsena mo go one sepe se se itshekologileng gope, le fa e le ene yo o dirang se se makgapha le maaka; fa e se ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa botshelo lwa ga Kwana fela.

Revelation 22:12

“Bonang, ke tloga ke tlaa ka bonako; tuelo ya me ke na nayo, gore ke duele motho mongwe le mongwe ka fa tiro ya gagwe e ntseng ka teng.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net