32 – Moswelatumelo

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Moswelatumelo.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

John 12:24-26

Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa tlhaka ya mabele e sa wele mo mmung, ya swa, e tle e nne yosi fela; mme fa e swa, e ungwe loungo lo logolo. Yo o ratang botshelo jwa gagwe, bo a mo latlhegela; mme yo o ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tlaa bo bolokela botshelong jo bo sa khutleng. Fa motho le fa e le mang a ntirela, a a ntshale morago; mme kwa ke teng motlhanka wa me le ene o tlaa nna teng; fa mongwe le fa e le mang a ntirela, Rara o tlaa mo tlotla.

John 16:2-4

Ba tlaa lo kgaola mo matlong a thuto. Ee, motlha o etla, o mongwe le mongwe yo o lo bolayang ka one, o tlaa gopola gore o direla Modimo. Dilo tse ba tlaa di dira, ka gobo ba ntse ba sa itse Rara, le fa e le nna. Dilo tse ke di buile le lona, gore e tle e re motlha wa tsone o tla, lo bo lo di gakologelwe ka fa ke lo boleletseng ka gone. “Dilo tse ga ke a ka ka di bua le lona mo tshimologong, ka gobo ke ne ke na le lona.

Revelation 6:9-11

E rile a kanolola sekano sa botlhano, ka bona fa tlase ga sebeso mewa ya ba ba bolaetsweng lefoko la Modimo, le ka ntlha ya tshupo e ba ne ba e tshegeditse. Mme ba goa ka lentswe le legolo ba re: “Mong wa rona wee, yo o boitshepo le boammaaruri! Lobaka lo tlaa nna boleele bokae o sa atlhole, wa lefetsa madi a rona mo go ba ba agileng mo lefatsheng?” Mongwe le mongwe wa bone a newa kobo e tshweu; ba rewa ga twe, ba name ba sa ntse ba itapolositse ka lobakanyana, go tle go tsamaye le bone batlhanka ka bone, le ba ga bone ba ba tlaa bolawang fela jaaka bone, ba dirafalelwe jalo.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 322

Genesis 4:3-10

E rile motlha mongwe Kaine a tlisa ga loungo lwa mmu, a direla Jehofa tshupelo. Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone. Mme Jehofa a itumelela Abele le tshupelo ya gagwe; a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Jalo Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa. Jehofa a raya Kaine a re: “Ana o galefetseng? Le sefatlhogo sa gago se befetseng? A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega? Mme fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.” Kaine a bua le Abele, monnawe. Mme ga dirala ya re ba le kwa nageng, Kaine a kgomogela Abele monnawe, a mmolaya. Jehofa a raya Kaine a re: “Abele monnao, o kae?” A araba a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?” Jehofa a re: “Ana o dirile eng? Lentswe la madi a ga monnao le mpitsa le tswa mo mmung.

Genesis 22:1-13

Ga dirala ya re morago ga dilo tse, Modimo wa leka Aberahame, wa mo raya wa re: “Aberahame!” A araba a re: “Ke fano.” Wa re: “Tsaya morwao jaana, morwao yo o esi, yo o mo ratang, e bong Isake, o ye kwa lefatsheng la Moria, o mo dire tshupelo ya phiso gone, mo thabeng nngwe e ke tlaa e go bolelelang.” Aberahame a phakela ka moso, a belesa esela ya gagwe, a ba a tsaya makau a gagwe a le mabedi, le Isake morwawe; a fatsetsa tshupelo ya phiso dikgong, a nanoga a ya felong kwa Modimo o go mmoleletseng. Ya re ka letsatsi la boraro Aberahame a tsholetsa matlho a gagwe, a bona felo foo kwa kgakala. Aberahame a raya makau a gagwe a re: “Salang fa le esela. Nna le mosimane re tlaa ya fale; re tlaa obama, re ba re boela kwano go lona.” Aberahame a tsaya dikgong tsa tshupelo ya phiso, a di baya mo go Isake morwawe; a tsaya molelo ka seatla sa gagwe, le thipa; ba tsamaya mmogo boo babedi. Isake a bua le Aberahame rraagwe a re: “Rra!” A re: “Ke fano, morwaaka.” A re: “Bona, molelo ke o, le dikgong; mme kwanyana ya tshupelo ya phiso e kae?” Aberahame a re: “Morwaaka, Modimo o tlaa ipatlela kwanyana ya tshupelo ya phiso.” Jalo ba tsamaya mmogo boo babedi. Ba tla ba fitlha felong kwa Modimo o go mmoleletseng. Aberahame a aga sebeso gone, a rulaganya dikgong, a golega Isake morwawe, a mmaya mo sebesong mo godimo ga dikgong. Aberahame a ntsha letsogo a tsaya thipa, a re o bolaya morwawe, mme moengele wa ga Jehofa a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aberahame, Aberahame!” A re: “Ke fano.” A re: “O se ka wa baya mosimane seatla sa gago, le gone o se ka wa mo dira sepe; ka jaanong ke a itse fa o boifa Modimo, ka e le fa o se ka wa gana ka morwao yo o esi, fa ke mo tsaya.” Aberahame a tsholetsa matlho a gagwe a leba, a bona, fa morago ga gagwe ga bo go le phelefu, e tshwerwe ka dinaka mo sekgweng. Aberahame a ya a tsaya phelefu, a e isa tshupelo ya phiso mo boemong jwa ga morwawe.

Exodus 12:5

Kwanyana ya lona a e nne e e se nang bogole, e le e tonanyana ya ngwaga wa ntlha; lo e tseye mo dinkung le fa e le mo dipoding.

Exodus 20:13

“O se ka wa bolaya motho.

Joshua 1:9

A ga ke a go laola? Nna thata le pelogale; o se boifisiwe, le gone o se ka wa raraana, gonne Jehofa Modimo wa gago o na nao kwa le kwa o yang gone.”

1 Samuel 22:17-19

Kgosi ya raya basimane ba yone ba ba emeng tikologong ya yone ya re: “Menogang lo bolaye baperesiti ba ga Jehofa; gonne seatla sa bone le sone se na le Dafite, le ka gonne ba ne ba itse fa a ne a tshaba, mme ba se ka ba ntshebetsa.” Mme batlhanka ba kgosi ba gana go ntsha letsogo la bone go wela baperesiti ba ga Jehofa. Kgosi ya raya Doege ya re: “A go menoge wena, o wele baperesiti.” Mme Doege wa Moetome a menoga, a wela baperesiti, mme a bolaya ka tsatsi leo ba le 85, ba ba apereng sekutlana sa leloba. Nobe motse wa baperesiti, a o kgemetha ka bogale jwa tšhaka, banna le basadi, bana le ba ba anyang, le dikgomo le diesela le dinku, ka bogale jwa tšhaka.

1 Kings 18:4

gonne ga nna jaana, e rile Jesebele a bolaya baperofeti ba ga Jehofa, Obadia a tsaya baperofeti ba le lekgolo, a ba fitlha mo logageng ka bo 50, mme a ba otla ka dijo le metsi.)

1 Kings 19:10

A re: “Ke ntse ke le lefufa ka ga Jehofa, Modimo wa masomosomo; gonne bana ba Iseraele ba latlhile kgolagano ya gago, ba rutlolotse dibeso tsa gago, ba bolaile baperofeti ba gago ka tšhaka; mme nna ke setse ke le nosi fela, le botshelo jwa me ba a bo senka, go bo tlosa.”

1 Chronicles 16:11

Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng.

2 Chronicles 24:20-21

Mowa wa Modimo wa tla mo go Sekaria morwa Jehoiata moperesiti; mme a ema a okame batho, a ba raya a re: “Modimo o bua jaana, wa re: ‘Ana lo tlolelang ditaolo tsa ga Jehofa, ka e le fa lo sa kake lwa tlhogonolofala? E re ka lo latlhile Jehofa, le ene o lo latlhile.’ ” Mme ba mo ikgolaganyetsa, ba mo kgobotletsa ka maje mo lwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa, ka taolo ya kgosi.

Nehemiah 9:26

“Le fa go ntse jalo ba nna botlhokakutlo, ba go tsuololela, ba latlhela molao wa gago kwa motlhaneng ga bone, ba bolaya baperofeti ba gago ba ba supang ka ga bone ba ba nyatsa, gore ba ba ba busetse kwa go wena, ba dira dikgakatso tse dikgolo.

Job 1:20-21

Foo Jobe a nanoga, a ikgagola kobo, a ipeola tlhogo, a wela fa fatshe, a obama; mme a re: “Ke dule mo sebopelong sa ga mme ke sa ikatega, ke tlaa boela gone ke sa ikatega; Jehofa o ne a nneile, mme Jehofa o tlositse; a go bakwe leina la ga Jehofa.”

Job 13:15

Le fa o mpolaya, ke tlaa nna ke o lebelela fela; le fa go ntse jalo ke tlaa gantshetsa ditsela tsa me fa pele ga one.

Job 19:25-27

Nna ke a itse fa morekolodi wa me a tshedile, le go re o tlaa re kwa bofelong a eme ka dinao mo lefatsheng. E tlaa re morago letlalo la me le sena go senngwa jaana, ke tlaa bona Modimo ke le mo nameng ya me; o ke tlaa o iponelang ka nosi, matlho a me a tlaa o leba, e seng a o sele. Diphilo tsa me di fediwa mo teng ga me.

Job 23:10-11

O itse tsela e ke e tsayang; e tlaa re o sena go nteka, ke tswe jaaka gouta. Lonao lwa me lo tshwaretse ruri dikgato tsa one; ke tseetse ruri tsela ya one ke sa e fapoge.

Psalms 2:1-4

Ana merafe e šakgaletseng, le ditšhaba di tlhatlhanyetsang selo sa boithamako? Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa, le balaodi ba logisanya maano, ka ga Jehofa, le ka Motlodiwa wa gagwe, ba re: “A re kgaoleng dithapo tsa bone, le megala ya bone re e latlhe mo go rona.” Ene yo o dutseng mo magodimong o tlaa tshega; Jehofa o tlaa ba sotla.

Psalms 5:11

A botlhe ba ba go ikanyang ba itumele, ba duduetse ka boitumelo ka gale, ka o ba femetse; a le bone ba ba ratang leina la gago ba ipele mo go wena.

Psalms 16:8-11

Ke ntse ke tlhomile Jehofa fa pele ga me ka gale; e re ka a le ka fa tsogong la me le legolo, ga nketla ke tshikinyega. Ke gone ka mo pelo ya me e itumelang, le kgalalelo ya me e ipelang; nama ya me le yone e tlaa nna mo polokegong. Gonne ga o ketla o tlogelela Bobipo mowa wa me; le gone ga o ketla o lesa moitshepi wa gago a bona go bola. O tlaa ntshupetsa tsela ya botshelo; fa pele ga gago go na le letlotlo la boitumelo; mo seatleng sa gago se segolo go na le tse di jesang monate ka bosakhutleng.

Psalms 17:15

Ka ga me, ke tlaa leba sefatlhogo sa gago mo tshiamong; ke tlaa itumedisiwa ke tshwano ya gago mogang ke tsogang.

Psalms 23:3-4

O rudisa mowa wa me; o ntsamaisa mo ditseleng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe. Ee, le fa ke ralala mogogoro wa moriti wa loso, ga nketla ke boifa bosula bope; gonne o na le nna; kgoge ya gago, le thobane ya gago, tsone di a nkgomotsa.

Psalms 27:1-5

Jehofa ke lesedi la me, le poloka ya me; ke tlaa boifa mang? Jehofa ke thata ya botshelo jwa me, ke tlaa nna mo poifong ka ga mang? E rile badira bosula ba nkwela ba tla go ja nama ya me, e bong baganetsi ba me le baba ba me, ba kgopiwa ba wa. Le fa ntwa e ka tla ya thibelela fa tlase ga me, pelo ya me ga e ketla e boifa; le fa tlhabano e ka tla ya ntsogela, le gone moo ke tlaa nna boikanyo fela. Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa, ke sone se ke tlaa se senkang; ke gore ke tle ke age mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa me, go leba bontle jwa ga Jehofa le go botsa mo tempeleng ya gagwe. Gonne e tlaa re mo motlheng wa khuduego o tlaa mpoloka ka go sa itsiweng mo mogopeng wa gagwe; o tlaa mphitlha mo sekhuting sa motlaagana wa gagwe; o tlaa ntsholetsa a mpaya mo lefikeng.

Psalms 32:11

Itumeleng mo go Jehofa, lo bo lo ipele lona basiami; duduetsang ka boitumelo lona lotlhe ba lo leng thokgamo mo pelong.

Psalms 37:12-15

Moikepi o logela mosiami maano, mme o mo šenele meno. Morena o tlaa mo tshega, ka a bona fa letsatsi la gagwe le atamela. Baikepi ba somotse tšhaka, ba bile ba obile bora jwa bone; go tla ba diga bahumanegi le batlhoki le go bolaya ba ba mokgwa o o lolameng. Tšhaka ya bone e tlaa tsena mo pelong tsa bone ka bosi, mara a bone le one a tlaa rojwa.

Psalms 44:22

Ee, re tlhola re bolawa ka ntlha ya gago ka letsatsi lotlhe; re kaiwa jaaka dinku tsa go tlhajwa.

Psalms 46:1-2

Modimo ke botshabelo jwa rona le thata, thuso e e gaufi thata mo tlalelong. Ke gone ka mo re se ketlang re boifa le fa lefatshe le ka fetoga, le fa dithaba di tshikinyega mo bogareng ga mawatle;

Psalms 48:14

Gonne Modimo one, ke Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae; one o tlaa nna mosupatsela wa rona le go ya fela mo losong.

Psalms 55:22

Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.

Psalms 59:8-10

Mme wena Jehofa o tlaa ba tshega; o tlaa sotla ka merafe yotlhe. Ao, thata ya me, ke tlaa lebelela mo go wena; gonne Modimo ke kago ya me e e godileng ya phemelo. Modimo wa boutlwelobotlhoko jwa me o tlaa ntlela pele; Modimo o tlaa mma ke bona keletso ya me mo babeng ba me.

Psalms 63:6-9

mogang ke go gakologelwang ke le mo bolaong jwa me, mme ke go akanya mo ditisong tsa bosigo. Gonne o ntse o le thuso ya me; mme ke tlaa itumela mo moriting wa diphuka tsa gago. Mowa wa me o go latela ka thata; seatla sa gago se se siameng se ntshegeditse. Mme ba ba tsomang mowa wa me go o senya, ba tlaa ya mo mafelong a lefatshe a a kwa tlase.

Psalms 68:3-4

Mme a basiami ba itumele; ba kgane ka boitumelo fa pele ga Modimo; ee, a ba itumele ka boipelo. Opelelang Modimo, opelelang leina la one dipako; o o ralalang dipoa tsa naga o pagame, lo o direle tsela ya mheru; leina la one ke JAH; lo bo lo kgane ka boitumelo fa pele ga one.

Psalms 73:23-26

Le fa go ntse jalo ke ntse ke na nao ka metlha yotlhe; o ntse o tshwere seatla sa me se segolo. O tlaa nketelela pele ka kgakololo ya gago, morago o tlaa nkamogela mo kgalalelong. Ke na le mang kwa legodimong fa e se wena? Le mo lefatsheng ga go na ope yo ke mo eletsang fa e se wena. Nama ya me e a fela, le pelo ya me; Modimo ke thata ya pelo ya me, le kabelo ya me ka bosakhutleng.

Psalms 89:15-16

Go sego batho ba ba itseng tumo e, ya boitumelo; ba bo ba tsamaya mo leseding la sefatlhogo sa gago, Jehofa. Ba tlhola letsatsi lotlhe ba itumela mo ineng la gago; ba golediwa mo tshiamong ya gago.

Psalms 91:1

Ene yo o agileng mo felong fa go sa itsiweng ga Mogodimodimo, o tlaa nnela ruri fa tlase ga moriti wa Mothatayotlhe.

Psalms 108:5

O nne o golediwe, Modimo, godimo ga magodimo; le kgalalelo ya gago godimo ga lefatshe lotlhe.

Psalms 116:6-9

Jehofa o boloka ba ba sa tlhalefang; ke ne ke ngotlilwe, mme a mpoloka. Boela mo boikhutsong jwa gago, wena mowa wa me, gonne Jehofa o go diretse sentle ka mo go feteletseng. Gonne o golotse mowa wa me mo losong, le matlho a me mo dikeleding, le dinao tsa me gore ke se we. Ke tlaa sepela fa pele ga Jehofa mo lefatsheng la batshedi.

Psalms 116:15

Loso lwa baitshepi ba gagwe lo tlotlega thata mo matlhong a ga Jehofa.

Psalms 149:5

A baitshepi ba kgane ka boitumelo mo kgalalelong; a ba opele ka boitumelo ba le mo malaong a bone.

Proverbs 3:5

O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela.

Ecclesiastes 7:1

Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone.

Isaiah 25:8

O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe; le yone kgobo ya batho ba gagwe o tlaa e tlosa mo lefatsheng lotlhe fela; gonne Jehofa o le boletse.

Isaiah 26:19

Baswi ba gago ba tlaa tshela; ditoto tsa me di tlaa tsoga. Tsogang lo eme, lo opele lona ba lo agileng mo loroleng; gonne monyo wa gago o ntse jaaka monyo wa merogo, mme lefatshe le tlaa tlhatsa baswi ba lone.

Isaiah 35:10

mme ba Jehofa o ba lefetseng ba tlaa bowa, ba tlaa tla ka kopelo mo Sione; boitumelo jwa bosakhutleng bo tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa bona boipelo le boitumelo; mme bohutsana bo tlaa fofela koo le diphegelo.

Isaiah 49:13

Opelang, lona magodimo; o ipele wena lefatshe; ponyegang mo kopelong, lona dithaba; gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe; mme o tlaa tlhomogela babogisiwa ba gagwe pelo.

Isaiah 50:6-7

Baditei ka ba neela motlhana wa me, le marama a me ka a neela ba ba khumolang ditedu; sefatlhogo sa me ga ke a ka ka se subela ditlhong le kgwelo ya mathe. Gonne Morena Modimo o tlaa nthusa; ke gone ka fa ke sa sosobaganang ka teng; ke gone ke beileng sefatlhogo sa me jaaka legakwa fela, mme ke a itse fa ke se ketla ke tlhajwa ke ditlhong.

Isaiah 51:11

Barekolodwi ba ga Jehofa ba tlaa bowa, ba tlaa tla mo Sione ka kopelo; mme go ipela mo go sa khutleng go tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa ja boitumelo le boipelo, mme bohutsana le phegelo di tlaa tshabela koo.

Isaiah 53:3-12

O ne a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho; monna wa mahutsana, a tlwaetse pelo e botlhoko; a nyadiwa jaaka mongwe yo batho ba mo subelang difatlhogo tsa bone, mme ra se ka ra mo ngoka. Ruri, o ntse a rwele pelodibotlhoko tsa rona, a sikere mahutsana a rona; le fa go ntse jalo ra mo kaya go re, o bediwa fela, a itewa ke Modimo fela, a bogisiwa fela. O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe. Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe; mme Jehofa o kokoanyeditse maikepo otlhe a rona mo go ene. O ne a patikwa, le fa go ntse jalo a ikisa tlase fela, a se ka a ba a tswa molomo; jaaka kwanyana e e gogelwang kwa tlhabong, le jaaka nku e le semumu fa pele ga babeodi ba yone. Ee, ga a ka a tswa molomo gope. O ne a tlosiwa ka patiko le tshekiso; mme emang mo go ba ga gabo yo o akantseng go re, kana o kgaolwa fela mo lefatsheng la batshedi? O ne a belediwa tlolo ya batho ba me. Phupu ya gagwe ba e dira ya nna le tsa baikepi, mme a nna le bahumi mo losong lwa gagwe; le fa a se ka a dira tshenyo gope, le gone go ne go se na tsietso epe mo molomong wa gagwe. Le fa go ntse jalo ga kgatlha Jehofa go mo teketa; o mo tlhokofaditse pelo. Mogang o dirang mowa wa gagwe go nna tshupelelo ya boleo, o tlaa bona losika lwa gagwe, o tlaa lelefatsa malatsi a gagwe, le go kgatlhega ga Jehofa go tlaa kokotlegela mo seatleng sa gagwe. O tlaa bona ga mabote a mowa wa gagwe, mme go tlaa mo ya le pelo; motlhanka wa me yo o siameng o tlaa siamisa batho ba le bantsi ka kitso ya gagwe; mme o tlaa belega maikepo a bone. Ke gone ka moo ke tlaa mo abelang kabelo mo bagolong, mme o tlaa kgaogana thopo le bathata; gonne o nne a goromeletsa mowa wa gagwe losong, a balwa le batlodi; le fa go ntse jalo o ne a rwele boleo jwa batho ba le bantsi, le batlodi a ba rapelela thata.

Isaiah 55:12

“Gonne lo tlaa tswa ka boitumelo lo tlaa ntshiwa lo gogwa ka kagiso; dithaba di tlaa ponyega ka kopelo, le makhubu fa pele ga lona, le ditlhare tsotlhe tsa naga di tlaa opa diatla.

Isaiah 57:1-2

Mosiami o a nyelela, mme ga go motho ope yo o go bayang mo pelong; batho ba ba pelotlhomogi ba a tlosiwa, mme ope a sa tlhokomele go re mosiami o tlosediwa bosula jo bo tlang. O tsena mo kagisong: ba lapologa mo malaong a bone, e bong mongwe le mongwe yo o tsamayang mo thokgamong ya gagwe.

Isaiah 61:3

go laolela ba ba hutsafetseng mo Sione, go ba naya mokgabo wa ditšheše boemong jwa melora, lookwane lwa boitumelo boemong jwa khutsafalo, seaparo sa pako mo boemong jwa mowa wa ngodiego; gore ba bidiwe ditlhare tsa tshiamo, tse di tlhomilweng ke Jehofa, gore a galalediwe.

Isaiah 61:10

Ke tlaa itumela thata mo go Jehofa, mowa wa me o tlaa ipela mo Modimong wa me, ka o nkapesitse diaparo tsa poloko, o mpipile ka kobo ya tshiamo, jaaka monyadi o tle a ikgabise ka mokgabo wa ditsheše, le jaaka monyadwi a tle a ikgabise ka mekgabo ya gagwe e e tsabakelang.

Isaiah 63:9

Mo dipogisong tsotlhe tsa bone le ene a bogisiwa, moengele wa gagwe yo o emelang ene, a ba boloka; a ba rekolola ka lorato lwa gagwe, le ka pelotlhomogi ya gagwe; a ba belega, a ba sikara ka malatsi otlhe a bogologolo.

Daniel 3:12-15

Go na le Bajuta bangwe ba o ba laodisiteng ditiro tsa kgaolo ya Babilone e bong Shaterake, le Mešake, le Abetenego; banna bao, kgosi, ga ba a go tlhokomela; ga ba a direla medimo ya gago, le fa e le go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.” Foo Nebukatenesare a laola ka tšhakgalo le tšararego gore Shaterake, le Mešeke, le Abetenego ba leriwe kwa go ene. Foo ba lere batho bao fa pele ga kgosi. Nebukatenesare a bua, a ba raya, a re: “Lona, Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, a lo dira ka bomo, fa e bo ne ne lo sa direle modimo wa me jaana, lo sa obamele setshwantsho se ke se tlhomileng? Jaana fa e tlaa re lo utlwa tumo ya dinaka, le ditlhaka, le diharepe, le diphare, le dikwadi, le meropana le diletso tsotlhe, lo bo lo iketleeditse go wela fa fatshe lo obamela setshwantsho se ke se dirileng, go molemo; mme fa lo sa se obamele, lo tlaa latlhelwa ka lobaka loo fela mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang; mme modimo e be e le ofe o o tlaa lo gololang mo diatleng tsa me?”

Daniel 3:16-18

Shaterake, le Mešeke, le Abetenego ba fetola kgosi, ba re: “Nebukatenesare, ga re na tshwanelo ya go go fetola mo selong se. Fa go ka nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang, o nonofile go re golola mo bokepisong jo bo molelo, jo bo tukang; mme o tlaa re golola mo seatleng sa gago, kgosi. Fa go sa nna jalo, o tle o itse kgosi, fa re gana go direla medimo ya gago, le go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.”

Daniel 3:19-23

Foo Nebukatenesare a tlala tšararego, mme tebego ya sefatlhogo sa gagwe ya bo e fetogetse Shaterake, le Mešeke, le Abetenego; ke gone ka moo a bua, a laola gore ba gotedise bokepiso ga supa bogolo go tlwaelo ya jone go gotedisiwa ga gale. A laola banna bangwe ba diganka ba mephato ya gagwe, gore ba bofe Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, le go ba latlhela mo bokepisong jo bo molelo jo bo tukang. Foo banna bao ba bofelwa mo marukgweng a bone, le mo ditlhorong tsa bone, le mo dikobong tsa bone, le mo diaparong tse dingwe tsa bone, mme ba latlhelwa mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang. Ke gone ya re ka taolo ya kgosi e ne e ba potlakisa, le bokepiso bo ne bo le molelo thata, kgabo ya molelo ya bolaya banna bao ba ba tshotseng Shaterake, le Mešeke, le Abetenego. Banna ba bararo bao, Shaterake le Mešeke, le Abetenego, ba wela mo bokepisong jo bo molelo jo bo tukang ba bofilwe.

Daniel 3:24-28

Foo Nebukatenesare kgosi a gakgamadiwa, mme a nanoga ka potlako, a bua, a raya bagakolodi ba gagwe, a re: “A ga re a latlhela batho ba le bararo mo gare ga molelo, ba bofilwe?” Ba fetola kgosi, ba re: “Go ntse jalo, kgosi.” A fetola, a re: “Bonang, ke bona banna ba le bane ba ba sa bofiwang, ba tsamaya fela mo teng ga molelo, mme ga ba a utlwa botlhoko bope; ponalo ya wa bone e ntse jaaka ya mongwe morwa medimo.” Foo Nebukatenesare a atamela mojako wa bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang; a bua, a re: “Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, lona batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, tswang lo tle kwano.” Foo Shaterake, le Mešeke, le Abetenego ba tswa mo gare ga molelo. Dikgosana, le balaodisiwa, le balaodi, le bagakolodi ba kgosi, ka ba ne ba phuthegile, ba bona banna bao, go re, molelo o ne o se na thata epe mo mebeleng ya bone, le go re moriri wa ditlhogo tsa bone o ne o sa baboga, le go re, marukgwe a bone a ne a sa fetoga, le go re go ne go se na monkgo wa molelo mo go bone. Nebukatenesare a bua, a re: “A go bakweng Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, o o romileng moengele wa one, mme wa golola batlhanka ba one ba ba ikantseng mo go one, mme ba fetotse lefoko la kgosi, ba ineetse ka mebele ya bone gore ba se direle modimo ope, le fa e le go o obamela, fa e se Modimo o e leng wa bone fela.

Daniel 6:10-15

E rile Daniele a itse fa lokwalo lo beilwe leina, a tsena mo ntlong ya gagwe; jaana diipone tsa ntlwana ya gagwe di ne di bulegile, tse di ntlheng e e lebileng Jerusalema; mme a khubama ka mangole gararo ka letsatsi, a rapela, a leboga fa pele ga Modimo wa gagwe, jaaka a ne a tle a dire gale. Foo banna bao ba phuthega, ba fitlhela Daniele a dira morapelo le mokokotlelo fa pele ga Modimo wa gagwe. Foo ba atamela, mme ba bua fa pele ga kgosi ka ga kiletso ya kgosi; ba re: “A ga o a kwala leina la gago mo kiletsong, gore mongwe le mongwe yo o tlaa rapelang modimo mongwe kgotsa motho, go ise go fete malatsi a le masome mararo, fa e se wena kgosi, a latlhelwe mo mongobong wa ditau?” Kgosi ya ba fetola ya re: “Ke boammaaruri fela ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.” Foo ba fetola kgosi ba re: “Daniele yo, yo e leng wa bana ba botshwaro jwa Juta, ga a go tlhokomele, kgosi, le fa e le kiletso e o e beileng leina la gago, mme o dira morapelo wa gagwe gararo ka letsatsi.” Foo kgosi ya re e sena go utlwa mafoko a, ya gakala thata, mme ya tswela Daniele pelo ya go mo golola; mme ya leka ka thata go mo golola letsatsi la ba la tla la phirima. Foo banna bao ba phuthegela kwa kgosing, ba raya kgosi ba re: “Itse kgosi, fa e le molao wa Bamete le Baperesia, go re ga go na kiletso epe, le fa e le taolo epe e kgosi e e tlhomamisitseng e e ka bang ya fetolwa.”

Daniel 6:16-23

Foo kgosi ya laola, mme ba lere Daniele, ba mo latlhela mo mongobong wa ditau. Mme kgosi ya bua le Daniele, ya re: “Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, o tlaa go golola.” Ga leriwa letlapa, la bewa mo molomong wa mongobo; mme kgosi ya le kanela ka sekanelo sa yone, le ka sekanelo sa bagolwane ba yone; gore go se ka ga fetolwa sepe ka ga Daniele. Foo kgosi ya ya kwa ntlong ya yone, ya lala e ithibile mo dijong; le gone ga se ka ga leriwa dilo tsa diletso fa pele ga yone, mme boroko jwa tloga mo go yone. Foo kgosi ya tsoga ka makuku, ya ya ka potlako kwa mongobong wa ditau. Ya re e atamela fa mongobong kwa go Daniele, ya bitsa ka lentswe la khutsafalo; kgosi ya bua, ya raya Daniele ya re: “Daniele we, motlhanka wa Modimo o o tshedileng, a Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, a o nonofile go go golola mo ditaung?” Foo Daniele a raya kgosi, a re: “Kgosi, tshela ka bosakhutleng. Modimo wa me o romile moengele wa one, mme o momisitse ditau melomo, ga di a ntshenya gope; gonne fa pele ga one ga fitlhelwa bosenangmolato mo go nna; le gone fa pele ga gago, kgosi, ga ke a senya sepe.” Foo kgosi ya itumela thata, mme ya laola gore ba ntshe Daniele mo mongobong. Mme Daniele a ntshiwa mo mongobong, mme ga se ka ga fitlhelwa tshenyego epe mo go ene, ka a ne a ikantse Modimo wa gagwe.

Daniel 7:25

E tlaa bua mafoko a a nyatsang Mogodimodimo, e tlaa lapisetsa ruri baitshepi ba Mogodimodimo; e tlaa solofela go fetola metlha le molao; mme ba tlaa tsenngwa mo seatleng sa yone go ba go tla ga feta motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha.

Daniel 12:1-3

“E tlaa re mo motlheng oo go tlaa ema Mikaele, kgosana e kgolo e e emelang bana ba batho ba gaeno; go tlaa nna motlha wa khuduego, o e sa leng ka go nna morafe le go tla mo go lone lobaka loo, go ise go ke go nne ope o o ntseng jalo; mo motlheng oo batho ba gaeno ba tlaa gololwa, mongwe le mongwe yo o tlaa fitlhelwang a kwadilwe mo lokwalong. Le bantsi mo go bone ba ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe ba tlaa kubuga, bangwe ba tlaa kubugela botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe ba kubugela ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng. Ba ba botlhale ba tlaa phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo ya loapi; le ba ba sokololelang bontsi kwa tshiamong ba tlaa phatsima jaaka dinaledi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Nahum 1:7

Jehofa o molemo, ke kago e e thata ya phemelo mo motlheng wa tlalelo; mme o itse ba ba mo ikanyang.

Habakkuk 3:18

Le fa go ntse jalo ke tlaa itumela mo go Jehofa, ke tlaa ipela mo Modimong wa poloko ya me.

Matthew 5:10-12

Go sego ba ba bogiseditsweng tshiamo; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. “Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me. Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.

Matthew 5:44

mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang;

Matthew 6:19-20

“Se iphutheleng dikhumo mo lefatsheng, kwa motoutwana o senyang teng le morodu, le kwa magodu a thubelang go utswa teng. Iphutheleng dikhumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng le fa e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeng le fa e le go utswa teng;

Matthew 10:17-20

Lo itise mo bathong; gonne ba tlaa lo neela ditshekong, ba tlaa lo seola mo matlong a bone a thuto. Ee, lo tlaa isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go tla lo nna tshupo mo go bone le mo go Baditšhaba. Mme e re mogang ba lo neelang mo ditshekong, lo se ka lwa tlhobaelela gore lo tlaa bua jang, le gore lo tlaa bua eng; gonne lo tlaa newa mo lobakeng loo fela se lo tlaa se buang. Gonne e bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa wa ga Rraeno o o buang mo go lona.

Matthew 10:21-23

“Motho o tlaa neela morwa rraagwe mo losong, le rramotho ngwana wa gagwe; bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone, ba ba bolaya. Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa. E re ba lo bogisa mo motseng o, lo tshabele mo go o o tlhomaganyeng nao, gonne ammaaruri ke a lo raya: Lo tlaa re lo ise lo wetse go ralala metse ya Iseraele, Morwa Motho a ba a bile a tsile.

Matthew 10:28

Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng.

Matthew 10:38-39

Le yo o sa tseyeng mokgoro wa gagwe a ntshala morago, ga a ntshwanela. Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.

Matthew 11:28-30

“Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.”

Matthew 12:14

Bafarisai ba tswela kwa ntle, ba gakololana ka fa ba ka mmolayang ka teng.

Matthew 13:20-21

Wa peo e e jadilweng fa go leng matlapa, ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le tshole ka boitumelo; le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene, o tle a eme ka lobakanyana fela; mme e re mogang go tsogang patiko kgotsa pogiso ka ntlha ya lefoko, a akofe a kgopiwe.

Matthew 13:44-46

“Bogosi jwa legodimo bo tshwana le khumo e e fitlhegileng mo nageng; e motho o ne a e bona, mme a e loba; mme ka boitumelo jwa gone, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso, a reka naga eo. “Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle. Ya re a sena go bona nngwe e e tlhwatlhwa kgolo, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso a e reka.

Matthew 14:2-12

Mme a raya batlhanka ba gagwe a re: “Yo ke Johane Mokolobetsi; o tsogile mo baswing; ke gone ka fa dinonofo tse, di dirang mo go ene ka teng.” Gonne Herote o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodiase, mosadi wa ga Filipo morwa rraagwe. Gonne Johane o ne a mo reile a re: “Ga o a letlelelwa go nna nae.” Mme a eletsa go mmolaya, mme a boifa batho, ka ba ne ba mo kaya fa e le moperofeti. E rile go fitlha letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodiase a bina mo modirong, mme a kgatlha Herote. Foo a mo solofetsa ka ikano a re, se o tlaa se mo lopang o tlaa se mo naya fela. Ene ka a laetswe ke mmaagwe a re: “Nnaya fela fano tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi ka mogotšana jaana.” Kgosi ya hutsafala; le fa go ntse jalo ya laola gore a e newe, ka ntlha ya maikano a yone, le ka ntlha ya ba ba jang nayo. Mme a roma batho, ba ya ba kgaola Johane tlhogo mo ntlong ya kgolegelo. Tlhogo ya gagwe ya leriwe ka mogotšana, ya newa morweetsana; ene a e isa kwa go mmaagwe. Mme barutwana ba gagwe ba ya ba tsaya setoto, ba mo fitlha; mme ba ya ba bolelela Jesu.

Matthew 16:21

Go simolola ka lobaka loo, Jesu a nna a tlhaloganyetsa barutwa ba gagwe fa a na le go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa dilo di le dintsi ke bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, le go bolawa, le go ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.

Matthew 16:24-25

Foo Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa motho le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, mme a a tseye mokgoro wa gagwe a itse go ntshala morago. Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, ka ntlha ya me, o tlaa bo bona.

Matthew 19:27

Foo Petere a mo fetola a re: “Bona, rona re tlogetse gotlhe, mme re go setse morago; mme ka re, rona re a bo re tlaa bona eng?”

Matthew 20:18-19

“Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema; mme Morwa Motho o tlaa neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi; mme ba tlaa atlhola gore a swe; ba tlaa mo neela Baditšhaba go sotlwa, le go seolwa, le go bapolwa; mme e tlaa re ka letsatsi la boraro o tlaa tsosiwa.”

Matthew 21:33-39

“Utlwang setshwantsho se sengwe: Go kile ga ne go le mong wa ntlo, a tlhomile tshimo ya mafine, a e agelela ka logora, a epa bogatelo jwa bojalwa jwa mofine mo go yone, a aga sefata sa baleti, mme tshimo a e neela badira masimo ba ba e thapang ka tuelo; mme a etela kwa lefatsheng le sele. E rile motlha wa maungo o atamela, a roma batlhanka ba gagwe kwa go bone badira masimo, gore ba ye go tsaya maungo a gagwe. Mme badira masimo ba tshwara batlhanka ba gagwe, ba betsa mongwe, ba bolaya yo mongwe, yo mongwe ba mo kgobotletsa ka maje. A ba a tloga a roma batlhanka ba bangwe ba le bantsi bogolo go ba pele; le bone ba ba direla fela jalo. Kwa morago a roma morwawe kwa go bone a re: ‘Ba tlaa sisimoga morwaake.’ Ya re badira masimo ba bona morwawe, ba raana ba re: ‘Yo, ke moruaboswa; ntlong, re mmolayeng, re gape boswa jwa gagwe.’ Mme ba mo tshwara, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine, ba mmolaya.

Matthew 23:34-35

Ke gone bonang, ke roma baperofeti, le babotlhale le bakwadi, kwa go lona. Bangwe ba bone lo tlaa ba bolaya lo ba bapola; bangwe ba bone lo tlaa ba seola mo matlong a lona a thuto, lo ba bogisa go tswa motseng go ya motseng o mongwe, gore go wele mo go lona molato otlhe wa madi a basiami a a tsholotsweng mo lefatsheng, go simolola ka madi a ga Abele mosiami, go tla mading a ga Sakaria morwa Barakia, yo lo mmolaetseng fa gare ga felo ga boitshepo le sebeso.

Matthew 24:9-10

“Ke gone ba tlaa lo tsenyang mo dipitlaganong, ba lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke merafe yotlhe, ka ntlha ya leina la me. Foo ba le bantsi ba tlaa kgopiwa, ba tlaa okana ba ilana.

Matthew 24:13

Mme yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa.

Matthew 24:21-22

gonne go tlaa nna sepitla se segolo mo metlheng eo, se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eno; nnyaa, le gone go se ketla go tlhola go nna jalo gope. Mme fa e ka bo metlha eo e se ka ya khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se nka a bolokwa; mme e tlaa re ka ntlha ya baitshenkedwi metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.

Matthew 26:4

mme ba gakololana mmogo gore ba tshware Jesu ka maano, ba mmolaye.

Matthew 26:35

Petere a mo raya a re: “Le fa nka bo ke na le go swa nao, le fa go ntse jalo ga nketla ke go itatola.” Le barutwa botlhe ba bua fela jalo.

Matthew 26:59

Jaana ditlhogo tsa baperesiti, le lekgotla lotlhe, ba batla tshupo ya kako ka ga Jesu, gore ba mmolaye.

Matthew 26:67

Foo ba mo kgwela mathe mo sefatlhogong, ba mo tlhanya; ba bangwe ba mo phaila ka diatla ba re:

Matthew 27:1-2

Jaana e rile bosa bo sele, ditlhogo tsotlhe tsa baperesiti le bagolwane ba batho, ba gakololana ka ga Jesu, go mmolaya. Mme ba mo golega, ba mo tsaya, ba ya go mo neela Pilato molaodi.

Matthew 27:26

Foo a ba gololela Barabase; mme Jesu ene a mo seola, a ba a mo neela go bapolwa.

Matthew 27:30-31

Ba mo kgwela mathe, ba tsaya lotlhaka, ba mo gatla mo tlhogong. Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo, ba mo apesa diaparo tsa gagwe, ba mo gogela koo, ba ya go mmapola.

Matthew 27:35

E rile ba sena go mmapola, ba kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola.

Mark 4:16-17

Jalo le bone ba ba jadilweng fa go matlapa, ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo; mme ga ba na modi mo go bone ka bosi, ba tle ba eme ka lobakanyana fela; e re mogang go tsogang patikego, kgotsa pogiso, ka ntlha ya lefoko, ba akofe ba kgopiwe.

Mark 6:14-29

Mme kgosi Herote a utlwa, gonne leina la ga Jesu le ne le setse le itsege; mme a re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo losong, ke gone dinonofo tse, di dirang mo go ene.” Bangwe ba re: “Ke Elija,” ba bangwe ba re: “Ke moperofeti fela; o ntse jaaka mongwe wa baperofeti.” Mme Herote ene o rile a utlwa a re: “Ke Johane yo ke mo kgaotseng tlhogo, o tsogile.” Gonne Herote ka esi o ne a bo a kile a roma batho ba ya go tshwara Johane, a mo golega a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herotiase mosadi wa ga Filipo monnawe, ka a mo nyetse. Gonne Johane o na a reile Herote a re: “Ga o a letlelelwa go nyala mosadi wa ga monnao.” Mme Herotiase a itira mmaba wa gagwe, a eletsa go mmolaya; mme a retelelwa, ka gobo Herote a boifa Johane, a itse fa e le motho yo o siameng, a le boitshepo, mme a mo dibela. Mme e ne e tle e re a mo utlwa a akabale thata, a mo utlwe ka boitumelo. Mme e rile go fitlha letsatsi le le laotsweng, la go tlotla botsalo jwa ga Herote, a direla dikala tsa gagwe, le beng ba mephato, le magosana a Galilea modiro; mme ya re morwadia Herotiase ka esi a tsena, a bina, a kgatlha Herote le ba ba dutseng nae ba a ja; mme kgosi ya raya morweetsana ya re: “Ntopa fela se o se ratang, mme ke tlaa se go naya.” A ba a mo ikanela a re: “Se o tlaa se ntopang fela, ke tlaa se go naya, le fa e ka nna bontlhanngwe jwa bogosi jwa me.” Mme a tswa, a ya a raya mmaagwe a re: “Ke tlaa lopa eng?” Ene a re: “Lopa tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.” Mme a itlhaganelela kwa kgosing, a lopa a re: “Ke rata gore o nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi fela jaanong jaana ka mogotšana.” Mme kgosi ya hutsafala thata; le fa go ntse jalo e se ka ya gana, ka ntlha ya maikano a yone, le ka ntlha ya ba ba dutseng ba ja nayo. Mme kgosi ya akofa ya roma leotlana la yone, ya laola gore tlhogo ya gagwe e tlisiwe; mme la ya la mo kgaola tlhogo a le mo ntlong ya kgolegelo. La tlisa tlhogo ya gagwe ka mogotšana, la e naya morweetsana; mme morweetsana a e naya mmaagwe. Ya re barutwa ba gagwe ba utlwa, ba ya ba tsaya setoto sa gagwe, ba se boloka mo letswing.

Mark 8:31

A simolola go ba ruta fa Morwa Motho a na le go bogisiwa dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane, le ke ditlhogo tsa baperesiti, le ke bakwadi, le gone fa a tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo a tlaa ba a tsoga.

Mark 8:34-35

A ipiletsa bontsi jwa batho, ba na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe, a itse go ntshala morago, gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, o tlaa bo boloka.

Mark 9:31

Gonne a ruta barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Morwa Motho o neetswe mo diatleng tsa batho, mme ba tlaa mmolaya; mme o tlaa re a sena go bolawa, go fete malatsi a le mararo, mme a ba a tsoge gape.”

Mark 10:33-34

A re: “Bonang, re ya kwa Jerusalema; mme Morwa Motho o tlaa neelwa ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, mme ba tlaa mo sekisa gore a swe, ba tlaa mo neela Baditšhaba, ba tlaa mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo seola, ba mmolaya; mme e tlaa re malatsi a le mararo a sena go feta, o tlaa ba a tsoga.”

Mark 12:1-8

A simolola go bua nabo ka ditshwantsho. A re: “Monna mongwe o kile a tlhoma tshimo ya mafine, a e beela logora, a epa lesudu la kgatisetso ya bojalwa jwa mofine, a aga sefata, mme a e neela badira masimo ba e thapa ka tuelo, mme a etela kwa lefatsheng le sele. E rile motlha o fitlha, a roma motlhanka kwa go bone badira masimo, gore a amogele maungo a tshimo mo go bone. Mme ba mo tshwara, ba mmetsa, ba mo leleka a iphotlhere fela. A ba a roma motlhanka yo mongwe kwa go bone gape; ene ba mo ntsha dintho mo tlhogong, ba mo gagautla mo go tlhabisang ditlhong. A roma yo mongwe; ene ba mmolaya; le ba bangwe ba le bantsi; bangwe ba ba betsa, ba bangwe ba ba bolaya. O ne a sa ntse a na le mongwe, e bong morwawe yo o rategang; lwa bofelo a roma ene kwa go bone, a re: ‘Ba tlaa sisimoga morwaake.’ Badira tshimo bao ba raana ba re: ‘Yo ke moruaboswa; tlang, re mmolayeng mme boswa e tlaa nna jwa rona.’ Mme ba mo tshwara ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine.

Mark 13:9-13

“Lo itise, gonne ba tlaa lo neela mo makgotleng; lo tlaa bediwa mo matlong a thuto; lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone. Mme Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele. Mme e tlaa re ba lo gogela kwa ditshekong, ba lo neela balaodi, lo se ka lwa tlhobaelela pele se lo tlaa se buang; fela se lo tlaa se newang mo nakong eo, lo bue sone fela, gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang, e tlaa bo e le Mowa o o Boitshepo. Mme morwa rramotho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, le rra motho ngwana wa gagwe; le bana ba tlaa tsogolegela batsadi ba bone, ba dira gore ba bolawe. Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, yoo o tlaa bolokwa.

Mark 14:1

Jaana morago ga malatsi a le mabedi, ga bo go le modiro wa Tlolaganyo, le wa senkgwe se se sa bedisiwang; mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba batla ka fa ba ka mo tshwarang ka teng ka bolotsana, go mmolaya,

Mark 14:31

Mme a tlerebetsa ka thata a re: “Le fa nka bo ke na le go swa nao, ga nketla ke go itatola.” Ba bua jalo botlhe fela.

Mark 14:55

Jaana ditlhogo tsa baperesiti, le botlhe ba lekgotla ba batla tshupo ka ga Jesu, gore ba tle ba mmolaye; mme ba se ka ba e bona.

Mark 14:64-65

Lo e utlwile tlhapatso eo; lo gopola jang?” Mme ba mo sekisa botlhe fela ba re: “O tshwanetse go swa.” Bangwe ba simolola go mo kgwela mathe, le go mmipa sefatlhogo, go mo tlhanya, le go mo raya ba re: “Perofesa;” le maotlana a mo tshola ka go mo phaila ka diatla.

Mark 15:13-15

Ba thela lošalaba gape ba re: “Mmapole.” Pilato a ba raya a re: “Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?” Ba thela lošalaba ka thata e kgolo ba re: “Mmapole.” E rile ka Pilato a rata go thethebatsa batho dipelo, a ba gololela Barabase, mme ya re a sena go seola Jesu, a mo neela go bapolwa.

Mark 15:20

Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola bohibidu jo bo mokgona, ba mo apesa diaparo tsa gagwe. Ba mo gogela kwa ntle ba ya go mmapola.

Mark 15:24-25

Mme ba mmapola; le diaparo tsa gagwe ba di kgaogana, ba laolela mongwe le mongwe se o se tsayang ka go thela bola. Ya bo e le nako ya boraro, fa ba mmapola.

Mark 15:37

Jesu a goa ka lentswe le legolo, mme a neela mowa.

Luke 1:47

mowa wa me o bile o itumetse mo Modimong Mmoloki wa me.

Luke 6:22-23

Lo sego, mogang batho ba lo ilang, ba ikgaoganya le lona, ba lo kgoba, ba latlha leina la lona jaaka se se bosula, ka ntlha ya Morwa Motho. “Lo itumele mo motlheng oo, lo bo lo ipele, gonne bonang, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba diretse baperofeti jalo.

Luke 6:27-28

“Ke raya lona ba lo utlwang ke re, ratang baba ba lona, ba ba lo ilang lo ba direle molemo. Lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo gobololang.

Luke 6:35

Mme lona, ratang baba ba lona, ba direleng molemo, adimang fela, lo sa tlhoboge gope; mme tuelo ya lona e tlaa nna kgolo, mme lo tlaa nna bana ba Mogodimodimo; gonne ene o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng, le mo go ba ba bosula.

Luke 9:7-9

Jaana kgosana Herote a utlwa ka ga dilo tsotlhe tse di dirilweng ke ene; mme a akabala thata, gonne bangwe ba re: “Johane o tsogile mo losong.” Ba bangwe ba re: “Elija o bonetse,” mme ba bangwe ba re: “Mongwe wa baperofeti ba bogologolo o bile o tsogile.” Herote a re: “Johane ke mo kgaotse tlhogo; mme yo ke utlwang dilo tse di ntseng jaana ka ga gagwe, ya bo e le mang?” Mme a eletsa go mmona.

Luke 9:22

a re: “Morwa Motho o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane le ke ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, mme o tlaa bolawa, a ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.”

Luke 9:23-24

A raya botlhe a re: “Fa motho mongwe a rata go ntshala morago a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe ka malatsi otlhe, mme a ntshale morago. Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, yoo o tlaa bo boloka.

Luke 11:47-51

A bo go latlhega lona! Ka lo aga difikantswe tsa baperofeti, mme ke borraeno ba ba ba bolaileng. Jalo lo supa fa lo dumalana le ditiro tsa borraeno; gonne ruri ba ba bolaile, mme lona lo aga difikantswe tsa bone. Ke gone go buileng le jone botlhale jwa Modimo jwa re: ‘Ke tlaa roma baperofeti le baaposetole kwa go bone; mme bangwe ba bone ba tlaa ba bolaya, ba ba bogisa;’ gore madi a baperofeti botlhe, a a tsholotsweng e sa le ka motheo wa lefatshe, a lopiwe mo losikeng lo; go simolola ka madi a ga Abele, go tla go fitlha mo mading a ga Sakaria, yo o swetseng fa gare ga sebeso le tempele; ee, ke a lo raya, a tlaa lopiwa mo losikeng lo.

Luke 12:4-5

“Ke a lo raya ditsala tsa me ka re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dirang. Ke tlaa lo tlhagisa ka ga yo lo tlaa mmoifang; ka re: Boifang ene yo e tlaa reng a sena go bolaya, a bile a na le thata go latlhela mo moleteng, ee, ke a lo raya, boifang ene.

Luke 12:32-33

“Letsomanyane, se boifeng, gonne Rraeno o natefelwa ke go lo naya bogosi. Rekisang tse lo nang natso, mme lo ntshe maatso; itireleng dipatana tsa madi tse di sa onaleng, lohumo kwa magodimong lo lo sa tlhaeleng, kwa go sa atameleng legodu lepe teng, le fa e le motoutwana go senya teng.

Luke 14:26-27

“Fa motho, le fa e le mang, a tla kwa go nna, mme a sa nthate bogolo go rraagwe, le mmaagwe, le mosadi wa gagwe, le bana, le bana ba ga rraagwe ba basimane, le ba basetsana, ee, le jone botshelo jwa gagwe, ga a ka ke a nna morutwa wa me. Le fa e le mang yo o sa sikareng mokgoro o e leng wa gagwe, mme a ntshala morago, ga a ka ke a nna morutwa wa me.

Luke 14:33

Go ntse fela jalo, le fa e le mang mo go lona yo o sa tlogeleng dilo tsotlhe tse o nang natso, ga a ka ke a nna morutwa wa me.

Luke 17:33

Le fa e le mang yo o tlaa batlang go boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, o tlaa bo boloka.

Luke 18:32-33

Gonne o tlaa neelwa Baditšhaba, mme o tlaa sotlwa, a gagautlwa ka mo go tlhabisang ditlhong, a ba a kgwelwa mathe. Ba tlaa mo seola, ba mmolaya; mme o tlaa ba a tsoga ka letsatsi la boraro.”

Luke 20:9-15

A simolola go bua le batho ka setshwantsho, ke se, a re: “Monna mongwe a tlhoma tshimo ya mafine, mme a e neela badiri ba masimo, ba e thapa ka tuelo, mme a tloga a ya go nna mo lefatsheng le sele ka lobaka lo loleele. Ya re ka lobaka lwa loungo, a roma motlhanka kwa badiring ba tshimo, gore ba mo neye ntlhanngwe ya loungo lwa tshimo ya mafine; mme badira tshimo ba mmetsa, ba mo leleka a iphotlere fela. A ba a roma motlhanka yo mongwe; le ene ba mmetsa, ba mo gagautla ka mo go tlhabisang ditlhong, ba mo leleka a iphotlhere fela. A fela a roma wa boraro; mme le ene ba mo ntsha dintho, ba mo latlhela kwa ntle. Morena wa tshimo ya mafine a re: ‘Ke tla dirang? Ke tlaa roma morwaake yo o rategang; e tlaa re kgotsa ene ba mo sisimoge.’ Mme ya re badiri ba tshimo ba mmona, ba gakololana ba re: ‘Yo ke ene moruaboswa; ntlhong, re mmolayeng, gore boswa e nne jwa rona.’ Mme ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine, ba mmolaya. Ke gone, morena wa tshimo ya mafine o tlaa ba dirang?

Luke 20:35-36

mme ba ba kaiwang ba tshwanetse go bona lefatshe lele, le go tsoga ga baswi, ga ba nyale, le gone ga ba neelwe nyalong; le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa, ka ba tshwana le baengele; mme ke bana ba Modimo, ka e le bana ba go tsoga ga baswi.

Luke 21:12-17

E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me. Mo go tlaa lo dirafalela gore lo itshupe. Ke gone lo itlhomamise mo dipelong tsa lona fa lo se ketla lo akanya pele ka fa lo tlaa fetolang ka teng. Gonne ke tlaa lo naya molomo, le botlhale jo baba botlhe ba lona ba se ketlang ba nonofa go bo ganetsa, le fa e le go emalana najo. Lo tlaa okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borraalona, le ba losika lwa lona, le ditsala, mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa ka bone. Lo tlaa tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me.

Luke 21:19

Lo tlaa ipoloka mewa ya lona ka bopelotelele jwa lona.

Luke 22:2

Mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba senka ka fa ba ka mmolayang ka teng; gonne ba boifa batho.

Luke 22:28

“Mme lona, ke lona ba ke ntseng ke na le lona mo ditekong tsa me;

Luke 22:33

Mme a mo raya a re: “Morena, fa ke na nao ke iketleeditse go ya ntlong ya kgolegelo, le mo losong.”

Luke 22:63-64

Banna ba ba tshwereng Jesu, ba mo sotla, ba mo itaaka. Ba mo fapa matlho ba re: “Bolela, e mang yo o go tlhantseng?”

Luke 23:21-23

mme ba thela lošalaba ba re: “A a bapolwe, a a bapolwe.” A ba a bua nabo lwa boraro a re: “Ka ntlha yang? Monna yo o dirile bosula bofe? Ga ke a bona molato ope o o tshwanetseng loso mo go ene; ke gone ke tlaa mo kgwathisang, ke itse go mo golola.” Ba mo kgaupetsa ka mantswe a magolo, ba lopa gore a bapolwe. Mme mantswe a bone a fenya.

Luke 23:33-34

E rile ba sena go fitlha felong fa go bidiwang Logata, ba mmapolela teng, le basenyi, mongwe ka fa letsogong le le siameng, yo mongwe ka fa go la molema. Mme Jesu a re: “Rra, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe, ba di laola ka bola.

Luke 23:43

Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri, ke a go raya, o tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.”

Luke 23:46

E rile Jesu a sena go goa ka lentswe le legolo a re: “Rra, ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago;” mme a re a sena go bua jalo a neela mowa.

Luke 24:20

Le jaaka ditlhogo tsa baperesiti le balaodi ba rona ba mo neetsa go sekisediwa losong, mme ba bile mmapotse.

John 5:24-25

“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo ka lone; mme ba ba utlwang ba tlaa tshela.

John 5:28-29

Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.

John 6:50-51

Se ke sone senkgwe se se fologang se tswa legodimong, gore motho a se je, mme a se ka a swa. Ke nna senkgwe se se tshedileng se se fologileng se tswa legodimong; fa motho le fa e le mang a ja senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng; ee, le gone senkgwe se ke tlaa se ntshang ke nama ya me, gore e nne botshelo jwa lefatshe.”

John 7:19

A Moše ga a a lo naya molao, le fa go ntse jalo go bo go se ope wa lona yo o dirang molao? Lo senkelang go mpolaya?”

John 8:51

Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa motho a tshegetsa lefoko la me, ga a ketla a bona loso gope.”

John 10:11

“Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku botshelo jwa gagwe.

John 10:15-18

fela jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; mme ke beela dinku botshelo jwa me. Ke bile ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela. “Ke gone Rara o nthatang, ka gobo ke baya botshelo jwa me, gore ke be ke bo tshole gape. Ga go ope yo o bo ntseelang, ke bo ipeisa fela. Ke na le thata go bo baya, ke bile ke na le thata go ba ke bo tshola. Taolo e, ke e amogetse mo go Rre.”

John 11:25-26

Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela; le fa e le mang yo o tshelang, a ba a dumela mo go nna, ga a ketla a swa gope. A mo o a go dumela?”

John 11:53

Jalo go simolola fela ka letsatsi leo ba gakololana gore ba mmolaye.

John 12:10

Ba e leng ditlhogo tsa baperesiti ba gakololana gore ba bolaye le ene Lasaro;

John 12:24-26

Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa tlhaka ya mabele e sa wele mo mmung, ya swa, e tle e nne yosi fela; mme fa e swa, e ungwe loungo lo logolo. Yo o ratang botshelo jwa gagwe, bo a mo latlhegela; mme yo o ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tlaa bo bolokela botshelong jo bo sa khutleng. Fa motho le fa e le mang a ntirela, a a ntshale morago; mme kwa ke teng motlhanka wa me le ene o tlaa nna teng; fa mongwe le fa e le mang a ntirela, Rara o tlaa mo tlotla.

John 13:37

Petere a mo raya a re: “Morena, ke bo ke sa ka ke ka go sala morago le fa e le gompieno, go bo go dirile jang? Aitse ke tlaa go beela botshelo jwa me.”

John 15:13

Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.

John 15:18-21

“Fa lefatshe le lo ila, lo a itse fa le nkidile pele, le ise le lo ile. Fa lo ne lo le ba lefatshe, le ne le tlaa rata ba e leng ba lone; mme e re ka lo se ba lefatshe, mme ke lo itshenketse mo lefatsheng, ke gone lefatshe le lo ilang. Gakologelwang lefoko le ke le buileng le lona, ka re: ‘Motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe.’ Fa ba mpogisitse, le lona ba tlaa lo bogisa; fa ba tshegeditse lefoko la me, le la lona ba tlaa le tshegetsa. Dilo tsotlhe tse, ba tlaa di lo direla ka ntlha ya leina la me, ka gobo ba sa itse yo o nthomileng.

John 16:2-4

Ba tlaa lo kgaola mo matlong a thuto. Ee, motlha o etla, o mongwe le mongwe yo o lo bolayang ka one, o tlaa gopola gore o direla Modimo. Dilo tse ba tlaa di dira, ka gobo ba ntse ba sa itse Rara, le fa e le nna. Dilo tse ke di buile le lona, gore e tle e re motlha wa tsone o tla, lo bo lo di gakologelwe ka fa ke lo boleletseng ka gone. “Dilo tse ga ke a ka ka di bua le lona mo tshimologong, ka gobo ke ne ke na le lona.

John 16:22

Ke gone le lona lo na le bohutsana gompieno; mme ke tlaa ba ke lo bona, dipelo tsa lona di tlaa itumela, mme ga go ope yo o tlaa lo tlosetsang boitumelo jwa lona.

John 16:33

Dilo tse ke di buile le lona, gore lo nne le kagiso mo go nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano; mme nametsegang; ke fentse lefatshe.”

John 17:14

Ke ba neile lefoko la gago; mme lefatshe la ba ila, ka gobo ba se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.

John 19:1-3

Foo Pilato a tsaya Jesu, a mo seola. Mme batlhanka ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona. Ba tla fa go ene ba re: “Dumela Kgosi ya Bajuta!” Mme ba mo gatla ka dithobane.

John 19:6

E rile ditlhogo tsa baperesiti le maotlana ba mmona, ba goa ka thata ba re: “Mmapole, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “Mo itseeleng, lo mmapole, gonne nna ga ke bone molato ope mo go ene.”

John 19:11

Jesu a mo fetola a re: “O ka bo o se na thata epe mo go nna, fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo; ke gone yo o ntsentseng mo seatleng sa gago o na le boleo bogolo.”

John 19:15-18

Foo ba goa ka thata ba re: “A a ye koo, a a ye koo, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “A ke tlaa bapola kgosi ya lona?” Ditlhogo tsa baperesiti tsa mo fetola tsa re: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesare.” Foo a mo ba neela gore a bapolwe. Foo ba tsaya Jesu, mme a tswela kwa ntle, a itshikaretse mokgoro, a ya felong fa go bidiwang, “Felo ga logata”, ka Sehebere, ga twe: Golegotha. Ba mmapolela teng le ba bangwe ba le babedi nae, mongwe a le ka fa ntlheng nngwe, yo mongwe a le ka fa ntlheng e nngwe ya gagwe, Jesu a le fa gare.

John 19:30

Ya re Jesu a sena go amogela botšarara, a re: “Go weditswe!” mme a oba tlhogo, a neela mowa.

John 21:18-19

Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, e rile o sa le lekau, wa nna wa itlama fela, wa itsamaela kwa o go ratang; mme o tlaa re o tsofetse, o tlaa otlolola mabogo, mme o sele o tlaa go tlama, a go isa kwa o sa go rateng.” Mme jaana, golo mo, a go bua, a kaya loso lo o tlaa galaletsang Modimo ka lone, ka fa lo tlaa nnang ka gone. Mme ya re a sena go bua jalo, a mo raya a re: “Ntshala morago.”

John 21:22-23

Jesu a mo raya a re: “Fa ke rata a diega go tle go tsamaye ke tle, e be e le eng go wena? Wena o ntshale morago fela.” Polelo eo ya anamela mo bakaulengweng, gore morutwa yoo, ga a ketla a swa; le fa go ntse jalo Jesu ga a ka a re ga a ketla a swa; fa e se go re: “Fa ke rata a diega go tle go tsamaye ke tle, e be e le eng go wena?”

Acts 2:23-24

ene yoo, ka a ne a ntshitswe gale ka boikaelelo le kitsetsopele ya Modimo, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa batho ba ba ipheferileng mo molaong. Yo Modimo o mo tsositseng, o sena go hunolola dithapo tsa loso, gonne go ne go retetse fa a ka tshegediwa ke lone.

Acts 5:18

ba tsenya baaposetole diatla, ba ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo ya motse.

Acts 5:33

Mme bone, ya re ba utlwa jalo, ba segega mo pelong, mme ba rata go ba bolaya.

Acts 5:40-41

Ba dumalana nae; ya re ba sena go bitsa baaposetole, ba ba betsa, ba ba laya gore ba se ka ba bua mo ineng la ga Jesu, ba ba lesa ba tsamaya. Foo ba tswa fa pele ga lekgotla, ba itumela ka ba kailwe tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya Leina.

Acts 7:51-56

“Lona ba lo thamo di thata, ba lo sa rupang mo dipelong le mo ditsebeng, lo a bo lo ntse lo ganela le Mowa o o Boitshepo. Jaaka borraeno ba kile ba nna ba dira, le lona lo dira jalo. Ana ke ofe wa baperofeti yo borraeno ba se kang ba mmogisa? Ba bolaile ba ba supileng gale ka ga go tla ga Mosiami; yo lona gompieno lo duleng baoki le babolai ba gagwe; e bong lona ba lo amogetseng molao, o ntse fela jaaka o sa le o tlhongwa ke baengele, mme lwa se ka lwa o boloka.” Jaana e rile ba utlwa dilo tse, ba segega mo pelong, ba mo šenela meno. Mme ene ka a tletse Mowa o o Boitshepo, a nna a lelalela legodimong fela, mme a bona kgalalelo ya Modimo, le Jesu a eme ka fa letsogong le legolo la Modimo, a re: “Bonang, ke bona magodimo a atlhamologile, le Morwa Motho a eme ka fa letsogong le legolo la Modimo.”

Acts 7:57-60

Mme ba goa ka lentswe le legolo, ba ithiba ditsebe, ba mo seogelela gongwe, ba ya ba mo latlhela kwa ntle ga motse, ba mo kgobotletsa ka maje; mme basupi ba baya diaparo tsa bone fa dinaong tsa lekau lengwe le le bidiwang Saule. Ba kgobotletsa Setefane ka maje, a ntse a bitsa Morena a re: “Morena Jesu, amogela mowa wa me.” Mme a khubama, a bua ka lentswe le legolo a re: “Morena, o se ka wa ba balela boleo jo.” Ya re a sena go bua jalo, a robala.

Acts 8:1-3

Mme Saule a bo a dumelela polao ya gagwe. Ya re ka letsatsi leo fela, phuthego e e mo Jerusalema ya tsogelwa ke pogiso e kgolo, botlhe ba falalela mo mafatsheng a Jutea le Samaria, fa e se baaposetole ba le bosi fela. Mme banna bangwe ba badumedi ba fitlha Setefane, mme ba mo direla selelo se segolo. Saule a nna a senya phuthego, a tsena mo matlong otlhe, a swatola banna le basadi, a ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo.

Acts 8:32-33

Jaana fa o ne a bala teng mo lokwalong, ke fa go reng: “O ne a gogelwa jaaka nku tlhabong; le jaaka kwanyana e didimetse fela fa pele ga mmeodi wa yone, le ene ga a tswe molomo jalo: Tshiamiso ya gagwe o e tloseditswe mo go kgobaladiweng ga gagwe. Losika lwa gagwe e mang yo o tlaa lo bolelang? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlosiwa mo lefatsheng.”

Acts 9:1-5

Saulo ka a ntse a ubugela barutwa ba Morena popo le polao, a ya kwa moperesiting yo mogolo, a mo lopa dikwalo tse o tlaa yang ka tsone kwa matlong a thuto a a kwa Damaseko, gore e tle e re fa a ka fitlhela bangwe ba e leng ba yone Tsela, e le banna, kgotsa basadi, a ba golege, a ba tlise Jerusalema. Ya re a etile, ga dirala a atamela Damaseko, mme a tshogana ka lesedi le le tswang legodimong le phatsima mo tikologong ya gagwe. A wela fa fatshe, a ba a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?” Mme a re: “O mang Morena?” Mme a re: “Ke nna Jesu yo o mmogisang;

Acts 9:23-24

E rile malatsi a sena go feta a le mantsi, Bajuta ba gakololana gore ba mmolaye. Morero wa bone wa tla wa itsiwe ke Saule. Le gone ba disa dikgoro tsa motse motshegare le bosigo gore ba mmolaye;

Acts 9:29

a bua, a ba a ganela le Bajuta ba Segerika. Bone ba tsamayatsamaya ba senka go mmolaya.

Acts 12:1-4

Jaana e rile ka lobaka loo, kgosi Herote a ntshetsa bangwe ba phuthego mabogo a gagwe go ba utlwisa botlhoko. A bolaya Jakobe mogoloa Johane ka tšhaka. Ya re a bona fa go kgatlhile Bajuta, a tswelela pele, a tshwara le ene Petere. Mme malatsi ao ya bo e le a senkgwe se se sa bedisiwang. Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo laolela ditlhophana di le nne tsa batlhabani, tse di batho ba le bane gore ba mo dise; a ikaeletse gore e tlaa re Tlolaganyo e sena go feta a mo ntshetse mo bathong.

Acts 14:5-6

Ya re ba tsogelwa ke ntwa ya Baditšhaba le Bajuta, ba na le balaodi ba bone, ba re ba ya go ba gagautla mo go tlhabisang ditlhong, le go ba kgobotletsa ka maje, ba ba tlhalefa, ba tshabela kwa metseng ya Lukaonia, e bong kwa Lusetera le Derebe, le kwa lefatsheng mo tikologong ya metse eo;

Acts 14:22

Ba nitimisa mewa ya barutwa, ba ba laya, gore ba nnele ruri mo tumelong, ba re: “Re na le go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”

Acts 15:26

e le banna ba ba beetseng leina la Morena Jesu Keresete matshelo a bone.

Acts 16:22-24

Bontsi jwa batho jwa ba kgwelogela mmogo; mme baatlhodi ba ba rutla dikobo, ba laola gore ba itewe ka dithupa. Ya re ba sena go ba baya dithupa di le dintsi, ba ba latlhela mo ntlong ya kgolegelo, ba laya modisa wa ntlo gore a ba tshware thata. Mme ene o rile a sena go laiwa jalo, a ba latlhela mo kgolegelong e e kwa teng, mme a somela dinao tsa bone mo disaneng.

Acts 17:26-28

o dirile ditšhaba tsotlhe tsa batho, ba tswa mothong a le mongwe fela, go tla ba aga mo lefatsheng lotlhe, ka o tlhomamisitse metlha ya bone e e laotsweng, le melelwane ya maago a bone; gore ba batle Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaape, ba o bone, le fa o se kgakala le mongwe le mongwe wa rona; gonne mo go one re a tshela, mo go one re a tshikinyega, re leyo ka one; jaaka le bangwe bantshi ba dipina ba lona ba buile ba re: ‘Gonne le rona re losika lwa one.’

Acts 20:22-24

Jaana bonang, ke etela kwa Jerusalema, ke pitlaganye mo moweng, ke sa itse dilo tse di tlaa nkwelang teng; fa e se gore, Mowa o o Boitshepo o nkaela mo motseng mongwe le mongwe gore dikgole le dipitlagano di ntuletse. Mme botshelo jwa me ga ke bo kaye sepe, gore e kete ke bo rata thata, e le gore ke tle ke wetse sebaka sa me sa tshiamelo, le tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu, ya go supa Mafoko a a Molemo a tshegofatsho ya Modimo.

Acts 21:13-14

Foo Paulo a ba fetola a re: “Lo dirang, ka lo lela lo mphatlola pelo? Gonne ke iketleditse, e seng go golegwa go le gosi, mme le gone go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema.” Ya re a gana go rapelesega, ra khutla, ra re: “A go rata ga Morena go dirafale.”

Acts 21:31

Ya re ba ntse ba senka go mmolaya, ga bolelelwa mong wa mophato wa batlhabani gore motse otlhe wa Jerusalema o feretlhegile.

Acts 22:4-5

Ka bogisetsa Tsela e, le kwa losong, ke golega banna le basadi, ke ba isa mo matlong a kgolegelo, jaaka le ene moperesiti yo mogolo a ka supa ka ga me, le lesomo lotlhe la bagolwane, ba ke bileng ka tshola mo go bone dikwalo tse ke yang ka tsone kwa bakaulengweng; ka etela kwa Damaseko, ke ya go lere ba ba teng, ke ba tlisa Jerusalema ba golegilwe, gore ba sekisiwe.

Acts 22:19-20

Ka re: ‘Morena, le bone ka bosi ba a itse fa ke ba tsentse mo kgolegelong, ka ba ka ba betsa mo matlong a thuto otlhe fela; e bong bone ba ba dumetseng mo go wena. E rile madi a ga Setefane, mosupi wa gago, a tshololwa, le nna ka bo ke eme teng ke dumalanye nabo, ke bile ke tshotse dikobo tsa bone ba ba mmolaileng.’

Acts 23:12-15

E rile bosa bo sele, Bajuta ba ikgolaganya mmogo, ba ba ba ikgolega ka khutsakano gore ga ba ketla ba ja le fa e le go nwa ba ise ba bolaye Paulo pele. Ba ba dirileng morero oo, ba bo ba feta 40. Mme ba ya kwa ditlhogong tsa baperesiti le bagolwane, ba re: “Re ikgolagantse ka khutsakano e kgolo gore ga re ketla re isa sepe mo ganong re ise re bolaye Paulo pele. Jaana, ra re, lona, le ba lekgotla, a ko lo reye mong wa mephato lo re, a mo folosetse kwa go lona, jaaka e kete lo rata go tlhotlhomisa thata bogolo mo tirong ya gagwe; mme rona re iketleeditse go mmolaya a ise a ba a tle fa gaufi.”

Acts 26:9-11

“Ruri ke itheile ka re ke tshwanetse go dira dilo di le dintsi tse di tlhabanang le leina la ga Jesu wa Nasaretha. Mo, ke bile ka go dira mo Jerusalema; ka tswalela baitshepi ba le bantsi mo matlong a kgolegelo, ke sena go newa taolo ke ditlhogo tsa baperesiti, mme e ne e re ba bolawa, le nna ke ntshe lefoko la me la go dumalana nago. Ka ba betsa gantsi mo matlong a thuto otlhe, ke leka gore ba tlhapatse; ya re ka ke ba gakaletse thata, ka ba bogisetsa le kwa metseng ya mafatshe a sele.

Acts 26:21

Mme Bajuta ba ntshwara mo tempeleng ka ntlha ya gone moo, mme ba leka go mpolaya.

Romans 2:7

Ke gore, ba ba batlang kgalalelo, le tlotlo, le bosaboleng, ba le pelotelele mo go direng molemo, o ba neye botshelo jo bo sa khutleng.

Romans 5:3

E seng gone gosi, mme a re itumeleng le mo dipitlaganong tsa rona; ka re itse fa pitlagano e tle e tsose pelotelele;

Romans 5:6-10

Gonne e rile re sa ntse re le bokoa, Keresete a swela baikepi mo lobakeng lo e leng lone. Gonne go a belaesega gore a jaana motho mongwe o ka swela mosiami; mme motlha ope, fa e le motho yo o molemo, mongwe o ka ipatelela go mo swela. Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. Fa e le foo, bogolo thata re tlaa gololwa mo bogaleng jwa Modimo ka ene, ka jaana re siamisitswe ka madi a gagwe. Gonne fa e rile re sa ntse re le baba ra letlanngwa le Modimo ka loso lwa Morwa wa one, bogolo thata re tlaa bolokwa ka botshelo jwa gagwe, ka re setse re letlantswe;

Romans 6:3-7

Kgotsa a ga lo itse fa rona ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe? Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo. Gonne fa re patagantswe nae ka tshwano ya loso lwa gagwe, re tlaa nna jalo le ka tshwano ya go tsoga ga gagwe; ka re itse mo, gore botho jwa rona jwa bogologolo bo bapotswe nae, gore mmele wa boleo o nyelediwe, le gore re se ka ra tlhola re le mo kgolegong ya boleo; gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo.

Romans 6:8-11

Fa re kile ra swa le Keresete, re a dumela fa le gone re tlaa tshela nae; ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene. Gonne loso lo o lo suleng, a lo swela ruri gangwe fela ka ga boleo; mme botshelo jo o bo tshedileng, o bo tshelela Modimo. Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu.

Romans 8:13-14

gonne fa lo tshela ka fa nameng, lo na le go swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka Mowa, lo tlaa tshela. Gonne botlhe ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo, ke bana ba Modimo.

Romans 8:17-18

Mme fa re le bana, foo re baruaboswa; re baruaboswa ba Modimo, re baruaboswa mmogo le Keresete; ke raya fa re bogisiwa nae, gore le gone re tle re galalediwe nae. Gonne ke kaya fa dipogiso tsa motlha ono di sa tshwanela go tshwantshiwa le kgalalelo e re tlaa e senolelwang.

Romans 8:22-23

Re a itse fa lobopo lotlhe lo ntse lo fegelwa, le gompieno, lo mo botlhokong jo e keteng jwa pelego. Mme ga se gone gotlhe; le rona ba re nang le mabutswapele a Mowa, le rona re a fegelwa mo go rona, ka re lebeletse bongwana jwa rona, e bong kgololo ya mebele ya rona.

Romans 8:28-30

Re a itse fa dilo tsotlhe di dirisanya mmogo, go direla ba ba ratang Modimo molemo, e bong bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa one. Gonne ba o ba itsileng gale, o bile o ba laoletse gale gore ba bopege mo tshwanong ya Morwa wa one, gore a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi; ba o ba laotseng gale, o bile o ba biditse; le ba o ba biditseng, o bile o ba siamisitse; mme ba o ba siamisitseng, o bile o ba galaleditse.

Romans 8:31-32

Jalo dilo tse re tlaa di reng? Fa Modimo o le ntlheng ya rona, yo o ka nna kgatlhanong le rona e be e le mang? One o o se kang wa rekegela yo e leng Morwa wa one, wa mo neelela rona rotlhe losong, ana o tlaa tlhoka jang go re naya fela dilo tsotlhe nae?

Romans 8:35-39

Mang yo o tlaa re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke pitlagano, kgotsa tlalelo e e mahehe, kgotsa pogiso, kgotsa tlala, kgotsa bosaikategang, kgotsa poitshego, kgotsa tšhaka? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Re tlhola re bolawa ka ntlha ya gago; re kaiwa dinku tse di tlhajwang fela.” Nnyaa, mo dilong tsotlhe tse re gaisa bafenyi ka ene yo o re ratileng. Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

Romans 11:3-5

“Morena, ba bolaile baperofeti ba gago, ba rutlile dibeso tsa gago; ke tlogetswe ke le nosi, mme le nna ba senka go mpolaya.” Mme phetolo ya Modimo e mo reile ya reng? Ya re: “Ke itshadiseditse banna ba le 7 000, ba ba sa khubamelang Baale.” Go ntse jalo le gompieno go na le masalela ka fa boitshenkelong jwa tshegofatso.

Romans 12:1-2

Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng. Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.

Romans 12:12-14

Lo itumele mo tsholofelong; lo nne pelotelele mo pitlaganong; lo nnele ruri mo thapelong; lo abele go tlhoka ga baitshepi; lo tlwaele go tshola baeng. Segofatsang ba ba lo bogisang; segofatsang, lo se ka lwa hutsa.

Romans 12:18-20

Fa go ka nna jalo, lo nne le kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya lona. Baratwa, se ipusolosetseng, mme lo thibogele bogale; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me; ke tlaa duela,” go bua Morena. “Fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora, o mo nose; gonne ka go dira jalo, o tlaa bo o tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.”

Romans 13:1-4

A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo; gonne ga go na mmuso ope fa e se o o tswang mo Modimong; mme babusi ba ba leng teng, ba beilwe ke Modimo. Ke gone, yo o ganang mmuso, o gana molao wa Modimo; mme ba ba ganang ba tlaa iponela tshekiso. Gonne balaodi ga ba na go boifiwa ke yo o mo tirong e e molemo, fa e se ke yo o mo go e e bosula fela. Mme a o rata wa bo o se na poifo ya mmuso? Dira se se molemo, mme o tlaa bakwa ka ga sone; gonne mmuso ke modiredi wa Modimo mo go wena, gore o tle o bone molemo. Mme fa o dira se se bosula, o boife, gonne ga a a tsholela tšhaka lefela; gonne ke modiredi wa Modimo le mmusolosi mo go yo o dirang bosula, go mmontsha bogale.

Romans 14:8-9

Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena; mme le fa re swa, re swela Morena; ke gone, le fa re tshela, kgotsa re swa, re ntse re le ba Morena fela. Gonne Kereste o swetse gone moo, a ba a tloga a tshela, gore a tle a nne Morena wa baswi le wa batshedi.

1 Corinthians 2:7-9

Mme re bua botlhale jwa Modimo ka bosaitsiweng, e bong botlhale jo bo ntseng bo fitlhilwe, jo Modimo o bo laoletseng kgalaletso ya rona gale pele ga dipopo. E le jo go seng ope wa babusi ba lefatshe leno yo o bo itseng; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morena wa kgalalelo. Re bua fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke dilo tse leitlho le se kang la di bona, le tse tsebe e se kang ya di utlwa, le tse di se kang tsa tsena mo pelong ya motho, e bong dilo tsotlhe tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.”

1 Corinthians 3:16

A ga lo itse fa lo le tempele ya Modimo, le gone fa Mowa wa Modimo o agile mo go lona?

1 Corinthians 4:9

Gonne ke gopola gore Modimo o ntshitse rona baaposetole go bonwa kwa morago ga botlhe, jaaka batho ba ba laoletsweng go swa; gonne re dirilwe segakgamalelo sa lefatshe, le sa baengele, le sa batho.

1 Corinthians 4:11-13

Nako e sa ntse e le eno, re ntse re bolawa ke tlala, le lenyora, ga re a tswala, re a tlhanyakwa, ga re na bonno bope jo bo tlhomameng, re ikgokgolela, re dira ka diatla tsa rona: e re re gobololwa, re segofatse; e re re bogisiwa, re itshoke; e re re kgalwa, re rapele; re dirwa matlakala a lefatshe, le makgobolo a dilo tsotlhe, le gompieno.

1 Corinthians 6:19-20

Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona; gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa, ke gone galaletsang Modimo mo mmeleng wa lona.

1 Corinthians 11:26

Gonne ka gale e a re lo ja senkgwe se, le go nwa senwelo, lo bo lo bolela loso lwa Morena a tsamaye a tle.

1 Corinthians 13:3-7

Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me, ke otla bahumanegi ka tsone, fa ke ntshetsa mmele wa me go fisiwa, mme fa ke se na lorato, ga go nthuse sepe. Lorato lo itshoka ka pelotelele, lo pelonomi; lorato ga lo pelotshetlha; lorato ga lo ke lo ikgantsha, ga lo mabela. Ga lo ke lo dira ka fa go sa tshwanelang, ga lo ke lo ipatlela fela, ga lo ke lo gakatsega, ga lo ke lo akanya bosula; ga lo itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri; lo itshokela dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo iphapaanya le dilo tsotlhe.

1 Corinthians 15:20

Nnyaa, jaanong Keresete o tsositswe mo baswing, e le lebutswapele la ba ba robetseng.

1 Corinthians 15:26

Mmaba wa bofelo yo o tlaa nyelediwang ke loso.

1 Corinthians 15:31

Ke a ikana ka go ipelafatsa ga me ka lona bagaetsho, mo ke nang nago mo go Keresete Jesu Morena wa rona, ka re, ke a swa ka malatsi otlhe.

1 Corinthians 15:36

Seelele ke wena! Le se wena ka wesi o se jalang, ga se ke se tshela, fa se sa swe pele.

1 Corinthians 15:42-44

Go tsoga ga baswi le gone go ntse jalo. Go jalwa e le mo go bolang, go tsosiwe e le mo go sa boleng. Go jalwa e le mo go tlotlologileng; go tsosiwe go le mo kgalalelong; go jalwa go le bokoa; go tsosiwe go le thata. Go jalwa e le mmele wa tlholego; go tsosiwe e le mmele wa semowa. E re fa go na le mmele wa tlholego, wa semowa le one o teng.

1 Corinthians 15:53-55

Gonne mo go bolang mo, go na le go apara bosaboleng, le mo go swang mo, go na le go apara bosasweng. E tlaa re mo go bolang mo go sena go apara bosaboleng, le mo go swang mo go sena go apara bosasweng, foo go tlaa dirafala lefoko le le kwadilweng ga twe: “Loso lo meditswe ke phenyo.” “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobelela lwa gago lo kae?”

2 Corinthians 1:3-7

A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe; o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re tle re nonofele go gomotsa ba ba mo pitlaganong nngwe le nngwe, ka kgomotso e rona ka rosi re gomodiwang ka yone ke Modimo. Gonne jaaka dipogiso tsa ga Keresete di re totetse, kgomotso ya rona le yone e tota fela jalo ka Keresete. Le fa rona re le mo pitlaganong, e be e le gore lona lo bone kgomotso le poloko; kgotsa le fa re gomodiwa, e be e le gore lo bone kgomotso, e e dirwang mo go lona mo go itshokeleng dipogiso tse le rona re di bogang. Tsholofelo ya rona ka ga lona e nitame; ka re itse gore, jaaka lo tlhakanetse le rona dipogiso, lo ntse jalo le mo kgomotsong.

2 Corinthians 1:8-10

Gonne bagaetsho, ga re rate lwa tlhoka go itse ka ga pitlagano ya rona e e re wetseng mo lefatsheng la Asia, ka fa re ne ra gatelelwa thata ka teng, go fetisa nonofo ya rona, ra ba ra tlhoboga le e leng jone botshelo. Ee, rona ka rosi re ne re itshwaneditse loso mo teng ga rona, gore re se ka ra iikanya ka rosi, mme re ikanye Modimo o o tsosang baswi, o o re golotseng mo losong lo lo kalo, o o tlaa bang o golola; o re o ikantseng gore o tlaa nna o re golola fela.

2 Corinthians 4:7-12

Mme khumo e, re e tshotse ka dijana tsa letsopa, gore bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo e nne jo bo tswang mo Modimong, e seng mo go rona. Re a pitlelelwa ka ntlha tsotlhe, le fa go ntse jalo ga re a pitlagana; re a akabadiwa, le fa go ntse jalo e be e se mo go re tlhobosang. Re a khukhelwa, le fa go ntse jalo ga re a latlhwa; re thubanyediwa fa fatshe, le fa go ntse jalo ga re a senyega; re ntse re tsamaya re rwele go swa ga Jesu mo mmeleng ka gale, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo mmeleng wa rona. Gonne rona ba re tshelang re a bo re ntse re neelwa loso ka ntlha ya ga Jesu, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo nameng ya rona e e swang. Jalo loso lo dira mo go rona, mme botshelo mo go lona.

2 Corinthians 4:16-18

Ke gone ga re ngodiege. Le fa motho wa rona wa ka fa ntle a onala, le fa go ntse jalo motho wa rona wa ka fa teng o a ba a ntse a šafadiwa ka letsatsi le letsatsi; gonne pitlagano ya rona e e motlhofo, e e emeng ka lobakanyana lwa gompieno fela, e re direla segolo se segolo se se feteletseng, sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo; ka re sa lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng; gonne dilo tse di bonalang ke tsa lobaka lono fela; mme dilo tse di sa bonaleng ke tsa bosaengkae.

2 Corinthians 5:1-5

Gonne re a itse gore, fa ntlo ya rona ya selefatshe ya motlaagana e rutlologa, re na le kago e e tswang Modimong, ntlo e e sa agwang ka diatla, e le ya bosaengkae, kwa magodimong. Gonne ruri mo go e, re a fegelwa, re tlhologelelwa go apesiwa boago jwa rona jo bo tswang legodimong; gore e tle e re fa re apesitswe, re se ka ra fitlhelwa re sa ikatega. Gonne ruri rona ba re mo motlaaganeng o re a fegelwa, ka re imelesegile e seng gore re rata ra bo re sa apara, fa e se gore re rata ra bo re apere, gore se se swang se tle se mediwe ke botshelo. Jaana yo o re bopetseng gone moo ke Modimo, o o re neileng sebeelelo sa Mowa.

2 Corinthians 5:6-9

Ke gone, e re ka re ntse re le nametsego gale, re itse gore, fa re sa ntse re le mo gae mo mmeleng, re bo re seyo kwa Moreneng, gonne re sepela ka tumelo, e seng ka pono. Ka re, re a nametsega, mme re rata bogolo ra bo re se mo mmeleng, mme re le kwa gae le Morena. Ke gone re tlhagafalelang, gore le fa re le mo gae kgotsa re seyo, re bo re ntse re kgatlha ene fela.

2 Corinthians 5:14-15

Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re patelela; ka re sekaseka jaana, ra re, mongwe o swetse botlhe, ke gone botlhe ba ne ba sule. Mme a swela botlhe, gore ba ba tshelang ba se tlhole ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o suleng a ba a tsoga ka ntlha ya bone.

2 Corinthians 5:16-17

Ke gone, ga re tlhole re itse motho ope ka fa nameng; mme le fa re kile ra itse Keresete ka fa nameng, jaanong ga re tlhole re mo itse jalo. Ke gone, fa motho a le mo go Keresete, o a ba a le sebopiwa se seša; dilo tsa bogologolo di fetile; bonang, di ntse dintšha.

2 Corinthians 6:3-10

Re sa kgopise mo go sepe, gore tirelo ya rona e tle e se ka ya bewa molato. Mo dilong tsotlhe re iponatse molemo, jaaka badiredi ba Modimo, e bong mo peloteleleng, le mo dipogisong, le mo botlhokweng, le mo dipitlaganong, le mo dithupeng, le mo dikgolegong, le mo diphuduegong, le mo dikgokgolelong, le mo ditisong, le mo go ikitseng go ja; mo boitshekong le mo kitsong, le mo go itshokeng, le mo bopelonoming, le mo Moweng o o Boitshepo, le mo loratong lo lo sa itimokanyeng; le mo lefokong la boammaaruri, le mo thateng ya Modimo; ka dibolao tsa tshiamo tsa ka fa letsogong le legolo, le tsa ka fa go la molema. Ka tlotlo le ka tlotlololo, ka go bolelwa ka bosula, le ka go bolelwa ka molemo; jaaka batsietsi, le mororo re le ba boammaaruri; jaaka ba ba sa itsiweng, le mororo re itsiwe sentle; jaaka ba ba swang, bonang, re a tshela; jaaka ba ba otlhaiwang re sa bolawe; jaaka ba ba hutsafalang, le mororo re itumela ka metlha yotlhe; jaaka bahumanegi, le mororo re humisa batho ba le bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, le mororo re ruile dilo tsotlhe.

2 Corinthians 7:3-4

Ga ke bue jalo go lo sekisa, gonne ke buile gale, ka re, lo mo pelong tsa rona go swa mmogo le go tshela mmogo. Ke bua ka tshosologo e kgolo mo go lona, ke ipelafatsa ka thata ka lona; ke tletse kgomotso, ke penologa boitumelo mo pitlaganong yotlhe ya rona.

2 Corinthians 8:2

jaaka e rile mo tekong e kgolo ya pitlagano, botlalo jwa boitumelo jwa bone, le khumanego ya bone e kgolo, ga penologa letlotlo la go aba ga bone.

2 Corinthians 11:23-28

A ke badiredi ba ga Keresete? Nna bogolo; ke bua jaaka yo o sa ikutlweng ka bontsi jwa ditiro, le ka go tsena mo matlong a kgolegelo gantsi, le ka dithupa tse di fetang selekanyo, le ka go swa gantsi. Ke kgwathisitswe gatlhano ke Bajuta, ke ntse ke bewa dithupa di le 39. Ke iteilwe ka dithobane gararo, ka kgobotlediwa ka maje gangwe fela, ka thubegelwa ke sekepe gararo, ka lala gangwe fela ka ba ka tlhola mo botennyeng jwa lewatle; ke ntse ke le mo diketong gantsi, ka nna mo poitshegong ya dinokwane, le mo poitshegong ya ba gaetsho, le mo poitshegong ya Baditšhaba, mo poitshegong mo motseng, mo poitshegong mo nageng, mo poitshegong mo lewatleng, mo poitshegong mo go bakaulengwe ba e seng bone; ke le mo tirong le mo tapisegong, mo ditisong gantsi, mo tlaleng le mo lenyoreng, mo go itimeng dijo gantsi, mo serameng le mo bosaikategang. Kwa ntle ga dilo tse di kwa ntle, go na le mo go nkimelang ka malatsi otlhe, ke raya tlhobaelo ka ga diphutego tsotlhe.

2 Corinthians 12:7-10

E rile ka ntlha ya bogolo jo bo feteletseng jwa ditshenolo, gore ke se ka ka ikgodisa bobe, ka tsenngwa mutlwa mo nameng ya me, e le morongwa wa ga Satane go ntlhabaka, gore ke se ka ka ikgodisa bobe. Nkile ka rapela Morena gararo ka ga sone selo se, gore se ke se ntlogele. Mme o ntheile a re: “Tshegofatso ya me e go lekanye; gonne thata ya me e lekanyediwa mo bokoeng.” Ke gone bogolo thata ke tlaa ipelafatsa ka makoa a me, gore thata ya ga Keresete e tle e nne mo go nna. Ke gone ke itumelang mo makoeng, mo dikutlwisong botlhoko, mo go tlhokeng le mo dipogisong le mo dipitlaganong, ka ntlha ya ga Keresete, gonne mogang ke leng bokoa, e be e le gone ke leng thata.

Galatians 1:13

Gonne lo utlwile ka ga mokgwa wa botshelo jwa me mo metlheng e e fetileng, jale ke le mo tumelong ya Sejuta, ka fa ke ntseng ka bogisa phuthego ya Modimo ka teng ka thata e kgolo, ka ba ka e senyaka.

Galatians 2:20

Ke bapotswe le Keresete; le fa go ntse jalo ke tshedile; le fa go ntse jalo e be e sa tlhole e le nna, mme ke Keresete o tshedileng mo go nna; botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, ke bo tshelela mo tumelong, e bong tumelo e e mo go Morwa Modimo, yo o nthatileng, a ba a intshetsa nna.

Galatians 4:29

Jaaka mo motlheng ole, yo o ne a bonywe ka fa nameng a bogisa yo o ne a bonywe ka fa Moweng, go ntse fela jalo le gompieno.

Galatians 5:24

Mme ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama, le dikgotelo le dithato tsa yone.

Galatians 6:8

Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.

Galatians 6:14

A go nne kgakala le nna go ipelafatsa, fa e se ka mokgoro wa Morena wa rona Jesu Keresete, o lefatshe le mpapoletsweng ka one, le nna ke bapoletswe lefatshe.

Ephesians 3:1

Ke gone ka moo, nna Paulo, mogolegwa wa ga Keresete Jesu ka ntlha ya lona Baditšhaba,

Ephesians 3:13-14

Ke gone ke lopang gore lo se ka lwa lapisiwa pelo ka dipitlagano tsa me ka ga lona, tse e leng kgalaletso ya lona. Ke gone ka moo ke khubamelang Rara ka mangole,

Ephesians 4:1-2

Ke gone, nna mogolegwa mo Moreneng, ke lo rapela thata, gore lo sepele mo go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yone. Ka boikokobetso jotlhe le bonolo, le ka bopelotelele, ka go iphapaanya mo loratong;

Ephesians 5:2

Lo sepele mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a lo ratile, a intshetsa rona, a nna tshupelo le setlhabelelo Modimo, tse di isediwang go nna lonko lo lo monate.

Philippians 1:12-14

Jaana ke rata lwa itse, bagaetsho, fa dilo tse di ntirafaletseng di dirafaletse botswelelopele jwa Mafoko a a Molemo bogolo; ga tsamaya dikgolego tsa me tsa bonatshega ka Keresete mo mophatong otlhe wa molaodi wa motse, le mo go botlhe ba bangwe; bontsi jwa bakaulengwe ba ba mo Moreneng, ka ba ikantse dikgolego tsa me, ba nna tshosologo bogolo go bua lefoko la Modimo ba se na poifo.

Philippians 1:20

Ka fa tebelelong ya me e e thata, le tsholofelo ya gore, ga nketla ke tlhabisiwa ditlhong ke sepe, fa e se gore, jaaka gale, le gompieno, Keresete o tlaa godisiwa mo mmeleng wa me, le fa e ka ne e le ka botshelo, le fa e ka ne e le ka loso.

Philippians 1:21-23

Gonne mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo. Mme fa go tshela mo nameng, fa mo e le lone loungo lwa tiro ya me, foo ga ke itse se ke ka se itshenkelang. Ke mo pitlaganong fa gare ga dilo tse pedi tse; ke na le keletso ya go tsamaya, ke ya go nna le Keresete; gonne mo, go molemo bogolo thata;

Philippians 1:28-29

lo sa boifisiwe mo go sepe ke baganetsi; mo e leng sesupo se se bonalang sa tatlhego mo go bone, mme mo go lona sa poloko, e e bileng e le e e tswang mo Modimong. Gonne lona lo neilwe ka ga Keresete, e seng go dumela mo go ene go le gosi, mme le gone go utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gagwe,

Philippians 2:8

Mme o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro.

Philippians 2:17

Ee, le gone fa ke ka thelwa tshupelo ya noo mo godimo ga setlhabelo le tirelo ya tumelo ya lona, ke a itumela, ke itumela le lona lotlhe.

Philippians 2:30

gonne o ne a nna gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, a tlhokomologa botshelo jwa gagwe, gore a ntirele se se tlhokafetseng mo go ntireleng ga lona.

Philippians 3:3

Gonne bogwera ke rona ba re obamang ka Mowa wa Modimo, re ipelafatsa ka Keresete Jesu, re bile re se na boikanyo bope mo nameng.

Philippians 3:7-11

Le fa go ntse jalo dilo tse di neng di le thuso mo go nna, ke tsone tse ke di kaileng fa di ntatlhegetse ka ntlha ya ga Keresete. Ee, ruri, ke kaya dilo tsotlhe di ntatlhegetse ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu Morena wa me; yo ke latlhegetsweng ke dilo tsotlhe ka ntlha ya gagwe, mme ke di kaya malele fela, gore ke tle ke bone Keresete. Le gore ke fitlhelwe ke le mo go ene, ke se na tshiamo e e leng ya me, e bong yone e e leng ya molao, fa e se yone e e ntseng ka tumelo mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo; gore ke itse ene, le thata ya go tsoga ga gagwe, le go tlhakanela nae dipogiso tsa gagwe, ke bopegela mo tshwanong ya loso lwa gagwe; e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke ye go fitlha mo go tsogeng ga baswi.

Philippians 3:20-21

Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete; yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

Philippians 4:4

Itumeleng mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke tlaa ba ke re: Itumeleng.

Philippians 4:6-7

Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo. Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.

Colossians 1:24

Jaana ke a itumela mo matlhokong a ke a utlwisiwang ka ntlha ya lona mme, mo ntlheng ya me, ke tlatsa mo nameng ya me mo go sa tlalang ga dipogiso tsa ga Keresete, ka ntlha ya mmele wa gagwe, o e leng phuthego;

Colossians 3:1-5

Ke gone, a e re fa lo tsositswe mmogo le Keresete, batlang dilo tse di kwa godimo, kwa Keresete o ntseng teng, a dutse ka fa letsogong le legolo la Modimo. Tlhomang mogopolo wa lona mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng. Gonne lo kile lwa swa, mme botshelo jwa lona bo fitlhilwe le Keresete mo Modimong. Mogang Keresete, yo e leng botshelo jwa rona, o tlaa bonalang, foo le lona lo tlaa bonala nae mo kgalalelong. Ke gone, bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa;

Colossians 3:24

lo ntse lo itse fa tuelo ya boswa lo tlaa e amogela mo Moreneng, aitse lo direla Morena Keresete.

1 Thessalonians 1:6

Lo tlogile lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, ka lo amogetse lefoko mo pogisong e kgolo, mmogo le boitumelo jwa Mowa o o Boitshepo;

1 Thessalonians 2:15

ba ba bolaileng Morena Jesu le baperofeti, le rona ba re leleka, ba sa kgatlhe Modimo, ba le kgang le batho botlhe;

1 Thessalonians 3:3-4

gore ope a se ka a tshikinngwa ke dipitlagano tse; gonne lona ka losi lo a itse fa re laoletswe gone moo. Gonne le gale, e rile re sa na le lona ra lo bolelela gale fa re na le go boga pitlagano, fela jaaka go dirafetse, e bile le lona lo a itse.

1 Thessalonians 4:13-15

Ga re rate lwa tlhoka go itse, bagaetsho, ka ga ba ba robalang; gore lo se hutsafale, jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo. Gonne fa re dumela gore Jesu o ne a sule mme a ba a tsoga, fela jalo ba ba swetseng mo go Jesu, Modimo o tlaa ba lere nae. Gonne se, re se bua le lona ka lefoko la Morena, gore rona ba re tlaa bong re tshedile, ba e tlaa reng mo go tleng ga Morena re fitlhelwa re setse, ga re ketla re etelela ba ba suleng pele.

1 Thessalonians 5:10

Yo o re swetseng gore le fa re sa ntse re itisitse, le fa re robetse re be re tshela mmogo nae.

1 Thessalonians 5:16-18

Itumeleng ka metlha yotlhe; lo rapeleng ka go bisa go khutla; lebogang mo dilong tsotlhe; gonne mo ke go rata ga Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona.

2 Thessalonians 1:4-10

e bile le rona ka rosi re belafala ka lona mo diphuthegong tsa Modimo, ka bopelotelele jwa lona le tumelo, lo le mo dipogisong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tse lo di itshoketseng. Dilo tse ke sesupo se se bonalang sa katlholo e e siameng ya Modimo, sa gore lo kaiwe lo tshwanetse bogosi jwa Modimo, jo lo bileng lo bo bogelang botlhoko. Ke raya fa e le mo go siameng mo Modimong go lefetsa pitlagano ya ba ba lo pitlaganyang; le go naya lona ba lo pitlaganngwang tapologo le rona, mo motlheng wa tshenolo ya Morena Jesu fa a tla a tswa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe, a le mo molelong o o tutumang, a itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu. E le ba ba tlaa utlwang thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng, ya go tlogela ruri mo sefatlhogong sa Morena, le mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe. Mogang o tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa mo tsatsing leo ke botlhe ba ba dumetseng, gonne tshupo ya rona mo go lona e ne ya dumelwa.

1 Timothy 6:19

ba ntse ba ipeelela motlha o o tlang motheo o o molemo, gore ba tle ba tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.

2 Timothy 1:7-10

Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa bogatlapa, fa e se wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng fela. Ke gone, o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ga tshupo ya Morena wa rona, le fa e le ka ga me ke le mogolegwi wa gagwe, mme o itshokele bothata o na le Mafoko a a Molemo ka fa thateng ya Modimo; o o re bolokileng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, fa e se ka fa boikaelelong jwa one le tshegofatso, e re sa leng re e newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo. Jaanong go senotswe ke go bonala ga Mmoloki wa rona Keresete Jesu, yo o nyeleditseng loso, a baya botshelo le bosaboleng mo leseding ka Mafoko a a Molemo,

2 Timothy 1:12

Ke ka gone moo ke bileng ke boga dilo tse; le fa go ntse jalo, ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse ene yo ke mo dumetseng, ke a tlhomamisa fa a nonofile go dibela se ke se mo neetseng go ya go fitlha mo tsatsing leo.

2 Timothy 2:3-4

O tlhakanele bothata le nna, jaaka motlhabani yo o molemo wa ga Keresete Jesu. Ga go motlhabani ope yo o reng a le mo ntweng a be a itlhakatlhakantse le dilo tsa botshelo jono; e be e le gore a kgatlhe ene yo o mo kwadileng motlhabani.

2 Timothy 2:8-12

Gakologelwa Jesu Keresete fa a tsogile mo baswing, e le wa losika lwa ga Dafite, ka fa Mafokong a a Molemo a me, a ke tshwereng bothata mo go one, ke ba ke tsena mo dikgoleng jaaka modiradibe; mme lefoko la Modimo lone ga le a golegwa. Ke gone, ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya ba ba itshenketsweng, gore le bone ba amogele poloko e e mo go Keresete Jesu, le kgalalelo e e sa khutleng. Go boikanngo polelo e e reng: “Gonne fa re kile ra swa nae, le gone re tlaa tshela nae; fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola;

2 Timothy 3:10-12

Mme wena o latetse thuto ya me le mokgwa, le boikaelelo, le tumelo le bopelotelele, le lorato, le boitshoko, le dipogiso, le dibotlhoko; e bong dilo tse di nkwetseng mo Antioke le mo Ikonio, le mo Lusetera; e bong dipogiso tse ke di bogileng; Morena o nkgolotse mo go tsone tsotlhe fela. Ee, le botlhe ba ba ratang go tshela ka poifomodimo mo go Keresete Jesu ba tlaa bona pogiso.

2 Timothy 4:5-8

Mme wena o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago. Gonne nna ke setse ke isiwa tshupelo le jaana, le lobaka lwa go tloga ga me lo fitlhile. Ke tlhabanye ntwa e e molemo, ke digetse sebaka sa tshiano, ke bolokile tumelo. Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnanyang mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.

Philemon 1:1

Ke nna Paulo, mogolegwi wa ga Keresete Jesu, ke na le Timotheo mokaulengwe. Ke kwalela Filemone moratwa wa rona, le modiri ka rona.

Philemon 1:9

le fa go ntse jalo, ka ntlha ya lorato bogolo ke go rapela fela, ke le yo o tshwanang le Paulo wa monnamogolo, jaanong ke bile ke le mogolegwi wa ga Keresete Jesu.

Hebrews 2:9-10

Re bona ene, e bong Jesu, yo o fokoleditsweng boemo go le gonnye mo baengeleng, a rwesitswe kgalalelo le tlotlo, ka ntlha ya gobo a kile a boga loso, gore e tle e re ka tshegofatso ya Modimo a be a lekeleletse motho mongwe le mongwe loso. Gonne go ne go tshwanetse one o dilo tsotlhe di leng ka one, le o dilo tsotlhe di nnetseng ka one, fa o isa bana ba le bantsi kgalalelong, gore o dire mosimolodi wa poloko ya bone boitekanelo ka dipogisego.

Hebrews 2:14-15

E re ka bana ba tlhakanetse nama le madi, le ene ka esi a itlhakanya natso jalo; gore e tle e re ka loso a nyeletse ene yo o ne a na le nonofo ya loso, e bong diabolo; le gore a golole bone botlhe, ba e rileng ka poifo ya loso ba bo ba ntse ba le mo kgolegong, mo botshelong jotlhe jwa bone.

Hebrews 4:9-11

Ke gone boikhutso jwa sesabata bo ntse bo saletse batho ba Modimo; gonne yo o tsenyeng mo boikhutsong jwa gagwe, le ene o bile o ikhutsitse mo tirong tsa gagwe, jaaka Modimo mo go tsa one. Ke gone, a re tlhoafaleleng go tsena mo boikhutsong jo, gore motho ope a se ka a wela mo go sone sekao seo sa go gana go utlwa.

Hebrews 5:7-9

(E bong Jesu,) yo e rileng mo metlheng ya gagwe a le mo nameng, a sena go isa merapelo le mekokotlelo e e nang le selelo se setona, le dikeledi, kwa go ene yo o nonofileng go mo golola mo losong; ya re a sena go utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe; le fa a le ngwana, le fa go ntse jalo, a ithuta kutlo ka dilo tse o di bogileng. Mme e rile a sena go dirwa boitekanelo, a tswa mosimolodi wa poloka e e sa khutleng mo go botlhe ba ba mo utlwang,

Hebrews 10:32-35

Lo ikgakolole metlha ya jale, e e rileng lo sena go bonesiwa, lwa bona ntwa e kgolo ya ditlhokofatso mo go yone, ka ntlha e nngwe e le ka go ntshiwa segakgamalelo ka dikgobo le ka dipitlagano; ka ntlha e nngwe e le ka go di tlhakanela le ba ba direlwang jalo. Gonne, ba ba mo dikgoleng lo ba tlhomogetse pelo, lwa itshokela go thopiwa ga dilo tsa lona ka boitumelo, lo ntse lo itse fa lona ka losi lo na le boswa jo bo molemo bogolo, le jo bo tlhomameng. Ke gone, se latlheng tshosologo ya lona, e e nang le tefo e kgolo ya tuelo.

Hebrews 11:13-16

Ba botlhe ba sule ba le mo tumelong, ba ise ba amogele dipolelo tsa tsholofetso; mme ba di bona, ba ba ba di itumelela di le kgakala, ba ipolela fa ba le baeng le baeti mo lefatsheng. Gonne ba ba buang dilo tse di ntseng jalo ba iponatsa fa ba batla lefatshe le e leng la bone ka bosi. Le gale fa ba ka bo ba ne ba tlhokometse lefatshe lele le ba duleng kwa go lone, ba ne ba ka bona lobaka lwa go boa. Mme ke fa ba eletsa lefatshe le le molemo bogolo, ke go re, la selegodimo. Ke gone Modimo o sa ba tlhabelweng ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone. Gonne o ba baakanyeditse motse.

Hebrews 11:25-27

a itshenkela go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobaka; a kaya fa go kgobelwa Keresete e le khumo e e molemo go gaisa mahumo a Egepeto; gonne o ne a lebile tefo ya tuelo. Ka tumelo a tlhoboga, a tloga mo Egepeto, a sa boife bogale jwa kgosi; gonne o ne a itshoka jaaka mongwe yo o tlhomileng matlho mo go ene yo o sa bonaleng.

Hebrews 11:32-38

Ke tlaa fela ke buang? Gonne ke tlaa tlhaelwa ke lobaka fa ke bolela ka ga Giteone, le Barake, le Samesone, le Jefethe; le ka ga Dafite, le Samuele, le baperofeti; ba e rileng ka tumelo ba fenya magosi, ba dira tshiamo, ba amogela dipolelo tsa tsholofetso, ba thiba melomo ya ditau, ba tima bogale jwa molelo, ba falola mo bogaleng jwa tšhaka; e rile ba le bokoa ba thatafadiwa, ba nna dinatla mo ntweng, ba leleka dintwa tsa ditšhaba tsa baeng. Basadi ba amogela baswi ba bone ba tsosiwa mo baswing. Ba bangwe ba teketwa, ba gana go amogela kgololo, e le gore ba tle ba bone go tsoga mo losong mo go molemo bogolo. Ba bangwe ba lekwa ka ditshotlo le ka go seolakwa, ee, le ka dikgole gape, le ka go tsenngwa mo matlong a kgolegelo: Ba kgobotlediwa ka maje, ba fatoganngwa ka šage, ba raelwa, ba bolawa ka tšhaka; ba tsamaya fela ba apere matlalo a dinku le a dipodi; ba ne ba ipotlhere, ba se na sepe, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula. E ne e le batho ba lefatshe le sa tshwanelwang ke bone – ba kgarakgatshega mo dikakeng, mo dithabeng, mo dikgageng le mo mesimeng ya lefatshe.

Hebrews 12:1

Ke gone, e re ka re dikanyeditswe ke boidiidi jo bo kalokalo jwa basupi, a le rona re latlheng bokete bongwe le bongwe, le boleo jo bo bofefo go re rareetsa, mme a re sianeng ka bopelotelele tshiano e re e beilweng pele,

Hebrews 12:2-4

re ntse re lebile kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona, yo e rileng ka boitumelo jo o bo beetsweng pele a itshokela mokgoro, a nyatsa ditlhong, mme a dula ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la setulo sa Modimo sa bogosi. A lo ke lo akanyeng ene yo o itshoketseng kganelo e e kalokalo ya baleofi ba ba ikganetsang, gore lo tle lo se ka lwa lapa, lwa ngodiega mo meweng ya lona. Go ganela ga lona ga go ise go ko go fitlhe mo go tshologeng madi, lo ganela le boleo.

Hebrews 13:12-14

Ke gone ka moo, Jesu le ene a boga loso kwa ntle ga kgoro ya motse, gore a tle a itshepise batho ka madi a e leng a gagwe. Ke gone, le rona a re tsweleng kwa go ene kwa ntle ga motse, re belege kgobo ya gagwe. Gonne mono ga re na motse o o tlhomameng, re batla one motse o o tlaa tlang.

James 1:2-4

Bagaetsho, lo kaye fa e lo boitumelo fela, mogang lo welang mo ditekong di le dintsi; lo ntse lo itse fa go lekwa ga tumelo ya lona go tle go tsose bopelotelele. Lo mme bopelotelele bo dire tiro ya jone e e tletseng, gore lo tle lo nne botlalo le boitekanelo, lo sa tlhaele mo go sepe.

James 1:12

Go sego motho yo o itshokelang diteko; gonne o tlaa re a sena go lekwa a lebogwe, a bone serwalo sa botshelo, se Morena o se solofeditseng ba ba mo ratang.

James 5:10-11

Bagaetsho, lo ipeele sekao sa boitshoko le bopelotelele, ka baperofeti ba ba kileng ba bua mo ineng la Morena. Bonang, re a tle re re, go sego ba ba kileng ba nna ba itshoka; lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe, mme lo bonye bofelelo jwa Morena jaaka Morena a tletse bopelotlhomogi, a le boutlwelobotlhoko.

1 Peter 1:4-5

Go tla re bona boswa jo bo sa boleng, le jo bo sa leswafalang, le jo bo sa nyeleleng, jo lo bo beetsweng kwa legodimong, e bong lona ba lo dibelwang ke thata ya Modimo ka tumelo, go tla lo bona poloko nngwe e e etleetsegetseng go senolwa mo motlheng wa bofelo.

1 Peter 2:4-5

Yo e reng lo tla mo go ene, e le lentswe le le tshedileng, le gale e le le le gannweng ke batho, mme mo Modimong e be e le le le itshenketsweng, le le tlhokegang. Ka re, le lona, jaaka maje a a tshedileng, go agiwa ntlo ya semowa ka lona, go tla lo nna boperisiti jo bo itshepileng jwa go isa ditlhabelo tsa semowa, tse di lebosegang mo Modimong ka Jesu Keresete.

1 Peter 2:21-23

Gonne lo bileditswe gone moo; gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe: “Yo o se kang a dira boleo bope, le boferefere bo se kang jwa fitlhelwa mo molomong wa gagwe.” Yo e rileng a kgojwa, a se ka a ba a kgoba; yo e rileng a boga botlhoko, a se ka a bopa; mme a ineela fela mo go yo o atlholang ka tshiamo;

1 Peter 3:14

Mme e tlaa re fa lo ka boga botlhoko ka ntlha ya tshiamo, lo bo lo le sego; lo se ka lwa boifa poitsho ya bone, le gone lo se ka lwa huduega;

1 Peter 3:18

Ka Keresete le ene a bogile botlhoko gangwe fela, ka ntlha ya maleo, a le mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re lere mo Modimong; a bolawa mo nameng, a rudisiwa mo moweng;

1 Peter 4:12-14

Baratwa, se gakgamaleleng teko e e gotetseng e e mo go lona, e e lo tlelang go lo leka, jaaka fa e ka bo e le selo sengwe se se sa itsiweng se lo dirafaletse: E re ka lo tlhakanetse le Keresete dipogiso tsa gagwe, lo itumele; gore e tle e re mo tshenolong ya kgalalelo ya gagwe le gone lo bo lo itumele, ka boitumelo jo bo feteletseng. Fa lo kgojwa ka leina la ga Keresete, lo sego; ka Mowa wa kgalalelo le Mowa wa Modimo o ntse mo go lona.

1 Peter 4:16

Fa motho a boga botlhoko ka a le Mokeresete, a a se tlhajwe ke ditlhong; a a galaletse Modimo mo leineng le.

1 Peter 4:19

Ke gone, a bone ba ba utlwang botlhoko ka fa go rateng ga Modimo, a ba neele Mmopi yo o boikanngo mewa ya bone ba le mo go direng molemo.

1 Peter 5:4

Mme e tlaa re mogang Modimo o mogolo o bonatsiwang, lo tlaa bona serwalo sa kgalalelo se se sa onaleng.

1 Peter 5:6-10

Ke gone ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela. Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang. Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng. Modimo wa tshegofatso yotlhe, o o lo bileditseng kwa kgalalelong ya one, e e sa khutleng mo go Keresete, e tlaa re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, one ka osi o tlaa lo dira boitekanelo, o lo tiisa o lo thatafatsa.

1 John 3:12

Re se ka ra nna jaaka Kaine a nna wa yo o bosula, a bolaya monnawe. Mme o mmolaetseng? E ne e le ka gobo ditiro tsa gagwe di le bosula, mme tsa ga monnawe di siame.

1 John 3:13-16

Lo se gakgamale, bagaetsho, fa lefatshe le lo ila. Re a itse fa re dule mo losong, re ile go tsena mo botshelong ka gobo re rata bakaulengwe. Yo o sa rateng o ntse mo losong fela. Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene. Lorato re lo itse ka gone mo, ka a ineetse mo losong ka ntlha ya rona; mme le rona re tshwanetse go ineela mo losong ka ntlha ya ba ga rona.

1 John 4:4

Lona lo ba Modimo, banyana ba me, lo ba fentse; ka yo o mo go lona a le mogolo go feta yo o mo lefatsheng.

1 John 5:4-5

Gonne sengwe le sengwe se se tsetsweng ke Modimo se fenya lefatshe; e ke yone phenyo e e fenyang lefatshe, e bong tumelo ya rona. E mang yo o fenyang lefatshe, fa e se yo o dumelang fa Jesu e le Morwa Modimo?

Revelation 1:7-8

Bonang, o etla a le mo marung; matlho otlhe a tlaa mmona, le ba ba mo tlhabileng; le ditso tsotlhe tsa lefatshe di tlaa mo leba di lela. Fela jalo, Amen. “Ke nna ene Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo o o gone, le o o ntseng o le gone, le o o tlang, e bong Mothatayotlhe.

Revelation 1:18

e bile ke nna Motshedi; ke ne ke sule, mme bonang, ke tshedile ka bosakhutleng; ke tshotse dikopololo tsa loso le tsa Bobipo.

Revelation 2:7

“ ‘Yo o nang le tsebe, a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene yo ke tlaa mo nayang go ja setlhare sa botshelo, se se mo Parataisong ya Modimo.’

Revelation 2:8-10

“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Semurena, o re: ‘Wa ntlha le wa bofelo, yo o kileng a swa, a ba a tshela gape, o bua dilo tse, a re: Ke a e itse pitlagano ya gago, le khumanego ya gago – mme o humile – ke a go itse go tlhapatsa ga ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, e le ba phuthego nngwe ya ga Satane. O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o boga botlhoko jwa tsone. Bonang, diabolo o tloga a latlhela bangwe ba lona mo ntlong ya kgolegelo, gore lo lekwe; mme lo tlaa bona pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanngo fela le go ya kwa losong, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo.

Revelation 2:11

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang ga a ketla a utlwisiwa botlhoko ke loso lwa bobedi.’

Revelation 2:13

Ke a go itse kwa o agileng teng, e bong kwa setulo sa ga Satane sa bogosi se leng teng; mme o ntse o ngaparetse leina la me, wa se ka wa itatola tumelo ya me, le mo motlheng wa ga Antipase mosupi wa me, moikanngwi wa me, yo o bolaetsweng mo go lona, fa Satane o agileng teng.

Revelation 2:17

“ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene ke tlaa mo abelang mana a a fitlhilweng, ke tlaa mo naya lentswe le lesweu, lentswe leo go tlaa bo go kwadilwe leina le leša mo go lone, le go se nang ope yo o le itseng, fa e se ene yo o le amogelang.’

Revelation 2:26-29

Yo o fenyang, le yo o bolokelang ditiro tsa me go ya kwa bofelong, ke ene yo ke tlaa mo nayang taolo mo merafeng; mme o tlaa e laola ka tsamma ya tshipi; fela jaaka dijana tsa mmopi di tle di thubaganngwe; jaaka le nna ke amogetse mo go Rre; mme ke tlaa mo naya naledi ya moso. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:5-6

Yo o fenyang, o tlaa apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; mme ga nketla ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tlaa ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:12-13

Yo o fenyang ke tlaa mo dira lokotwana mo tempeleng ya Modimo wa me, ga a ketla a tlhola a tswa gone gope; ke tlaa kwala mo go ene leina la Modimo wa me, le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema o moša, o o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me, le leina le e leng la me le leša. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’

Revelation 3:21-22

Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi. “ ‘Yo o nang le tsebe, a a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.’ ”

Revelation 6:9-11

E rile a kanolola sekano sa botlhano, ka bona fa tlase ga sebeso mewa ya ba ba bolaetsweng lefoko la Modimo, le ka ntlha ya tshupo e ba ne ba e tshegeditse. Mme ba goa ka lentswe le legolo ba re: “Mong wa rona wee, yo o boitshepo le boammaaruri! Lobaka lo tlaa nna boleele bokae o sa atlhole, wa lefetsa madi a rona mo go ba ba agileng mo lefatsheng?” Mongwe le mongwe wa bone a newa kobo e tshweu; ba rewa ga twe, ba name ba sa ntse ba itapolositse ka lobakanyana, go tle go tsamaye le bone batlhanka ka bone, le ba ga bone ba ba tlaa bolawang fela jaaka bone, ba dirafalelwe jalo.

Revelation 7:9

Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla;

Revelation 7:13-17

Mongwe wa bagolwane a nthaya a re: “Ba ba apereng dikobo tse ditshweu tse, ke bomang, mme ba tswa kae?” Ka mo raya ka re: “Morena wa me go itse wena.” Mme a nthaya a re: “Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana. Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng; ba o direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; yo o dutseng mo setulong sa bogosi o tlaa tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone. Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora; le letsatsi ga le ketla le ba babalela, le fa e le mogote ope, gonne Kwana yo o fa gare ga setulo sa bogosi, o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”

Revelation 11:18

Ditšhaba tsa tlala bogale, mme bogale jwa gago jwa tla, le lobaka lwa baswi go atlholwa, le lobaka lwa go naya baperofeti batlhanka ba gago tuelo ya bone, le baitshepi, le ba ba boifang leina la gago, bannye le bagolo; le lwa go senya ba ba senyang lefatshe.”

Revelation 12:11

Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.

Revelation 12:17

Kgogela ya nna bogale le mosadi, ya feta ya ya go tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe, ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu; mme ya ema fa mošaweng wa lewatle.

Revelation 13:7

Sa newa go epela baitshepi dira, le go ba fenya; sa newa taolo mo lotsong longwe le longwe, le tšhaba, le puo, le morafe.

Revelation 13:15-18

Sa newa thata ya go se tsenya mowa, e bong setshwantsho sa sebatana, gore se bue, se be se dire gore botlhe ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebatana ba bolawe. Mme se patelele botlhe, bannye le bagolo, bahumi le bahumanegi, ba e leng bana ba motse le batlhanka, gore ba bewe lotshwao mo seatleng se segolo, kgotsa mo phatleng; le gore go se nne motho ope yo o ka rekang le fa e le go bapatsa, fa e se yo o nang le lotshwao, e bong leina la sebatana, kgotsa palo ya leina la sone. Botlhale ke jo. Yo o nang le tlhaloganyo, a a bale palo ya sebatana; gonne ke palo ya motho: palo ya sone ke 666.

Revelation 14:12-13

Bopelotelele jwa baitshepi ke jone joo, e bong jwa ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo, le tumelo mo go Jesu. Ka utlwa lentswe le le tswang legodimong le re: “Kwala, o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng, go simolola fano le go ya pele. “Ee,” go bua Mowa, “gore ba bone tapologo mo letsapeng la bone; gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.”

Revelation 17:6

Ka bona mosadi fa a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a basupi ba ga Jesu. Mme ya re ke mmona ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.

Revelation 18:23-24

le lesedi la lampa ga le ketla le tlhola le phatsima mo go wena gope; le lentswe la monyadi le la monyadwi, ga le ketla le tlhola le utlwala mo go wena gope; gonne babapatsi ba ba mo go wena e ne e le dikgosana tsa lefatshe; gonne merafe yotlhe e ne e tsiediwa ke boloi jwa gago. Mme ga fitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go one, le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”

Revelation 19:13-14

O apere seaparo se se kgatshegileng madi; mme leina la gagwe go twe, Lefoko la Modimo. Dintwa tse di mo legodimong tsa mo sala morago, di pagame dipitse tse ditshweu, ba apere leloba le le boleta, le le lesweu le lentle.

Revelation 20:4-6

Ka bona ditulo tsa bogosi, batho ba dula mo go tsone, ba neelwa katlholo; ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya tshupo ya ga Jesu, le ka ntlha ya lefoko la Modimo, le ba ba se kang ba obamela sebatana, le fa e le setshwantsho sa sone, le gone ba se ka ba iteseletsa go tshwaiwa lotshwao mo diphatleng, le mo diatleng tsa bone; mme ba tshela ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di le sekete. Baswi ba ba setseng ba se ka ba tshela, ga ba ga tla ga tsamaya dinyaga tse di sekete tsa feta pele. E ke yone tsogo ya ntlha. Go sego, go bile go boitshepo yo o nang le kabelo mo tsogong ya ntlha; bao, loso lwa bobedi ga lo na thata mo go bone; ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tlaa busa nae ka dinyaga di le sekete.

Revelation 21:4-6

O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.” Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: “Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.” Mme a re: “Kwala! Gonne mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” A nthaya a re: “A dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tlaa mo nosa fela metsi a motswedi wa metsi a botshelo, a se na theko.

Revelation 21:7

Yo o fenyang o tlaa rua dilo tse, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe, le ene o tlaa nna morwaake.

Revelation 22:12-13

“Bonang, ke tloga ke tlaa ka bonako; tuelo ya me ke na nayo, gore ke duele motho mongwe le mongwe ka fa tiro ya gagwe e ntseng ka teng. Ke nna Alefa le Omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net