22 – Dikgakgamatso

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Dikgakgamatso.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

Matthew 10:1

A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.

Mark 11:22-24

Mme Jesu a ba raya a re: “Nnang le tumelo mo Modimong. Ammaaruri ke a lo raya, le yo o tlaa rayang thaba e, a re: ‘Manologa o thabuegele mo lewatleng;’ fa a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela fa se o se buang se tlaa dirala; o tlaa se bona. Ke gone ke lo rayang ke re, dilo tsotlhe tse lo di rapelelang lo di lopa, lo dumela fa lo di amogetse, mme lo tlaa di bona.

Acts 5:12-16

Ditshupo le dikgakgamatso di le dintsi tsa dirwa mo bathong ka diatla tsa baaposetole; mme ba nna mmogo botlhe mo mathuding a ga Solomone ka bongwefela jwa pelo. Mme mo go ba bangwe ga bo go se motho ope yo o lekang go ikopanya nabo; le fa go ntse jalo batho bone ba ba tlotla; badumedi ba oketsegela Morena bogolo, bontsi jwa banna le basadi. Ba ba ba tla ba ntshetsa balwetse mo mebileng, ba ba baya mo malaong le mo masekamelong, e tle e re Petere a feta, le fa e ka bo e le moriti wa gagwe, o tshutifalele mongwe wa bone. Le gone ga phuthega bontsi jo bo tswang mo metseng e e mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetsi le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe; mme ba fodisiwa botlhe.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 266

Genesis 1:1-3

E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe. Lefatshe la bo le tobekanye fela, go sa itsege sepe; mme lefifi la bo le ntse fa godimo ga boteng. Mowa wa Modimo wa elama fa godimo ga metsi. Modimo wa re: “A go nne lesedi.” Ga nna lesedi.

Genesis 2:7

Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.

Genesis 41:15-16

Faro a raya Josefe a re: “Ke lorile toro, mme ga go na ope yo o ka e mphuthololelang; ke utlwile ka ga gago ga twe, e a re fa o utlwa toro o e phutholole.” Josefe a fetola Faro a re: “Ga go yo mo go nna; Modimo o tlaa naya Faro phetolo ya kagiso.”

Exodus 3:2-5

Moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene a le mo kgabong ya molelo o o tukang mo gare ga setlhare; a leba, mme bona, setlhare sa bo se tuka molelo, mme sa bo se sa še. Moše a re: “Ke tlaa fapoga ke ya go leba pono e kgolo e, ka fa setlhare se se sa šeng ka gone.” E rile Jehofa a bona fa a fapoga a ya go bona, Modimo wa mo tlhaeletsa o le mo gare ga setlhare wa re: “Moše! Moše!” Ene a re: “Ke fano.” Wa re: “O se ka wa atamela kwano; rola ditlhako tsa gago mo dinaong tsa gago gonne felo foo fa o emeng gone ke mmu o o boitshepo.”

Exodus 4:2-5

Jehofa a mo raya a re: “Ke eng se se mo seatleng sa gago?” A re: “Ke thobane.” Mme a re: “E latlhele fa fatshe.” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga; Moše a e tshaba. Jehofa a raya Moše a re: “Ntsha letsogo la gago o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo a e tshwara, mme ya fetoga thobane mo seatleng sa gagwe. “Gore ba dumele fa Jehofa, Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o go bonaletse.”

Exodus 4:6-9

Gape Jehofa a fela a mo raya a re: “Tsenya seatla sa gago mo sehubeng sa gago.” A tsenya seatla sa gagwe mo sehubeng sa gagwe; a re a se ntsha, bonang seatla sa gagwe sa bo se le lepero, se le sesweu jaaka kapoko. A re: “Tsenya seatla sa gago gape mo sehubeng sa gago.” Mme a tsenya seatla sa gagwe mo sehubeng sa gagwe gape; a re a se ntsha sa bo se fetogile gape, se ntse jaaka nama ya gagwe e nngwe. “E tlaa re fa ba sa go dumele le fa e le go reetsa lentswe la sesupo sa ntlha, ba tlaa dumela lentswe la sesupo sa morago. Fa ba sa dumele le fa e le ditshupo tse pedi, le fa e le go reetsa lentswe la gago, o tlaa tsaya metsi a noka, o a thele mo mmung o o omeletseng; metsi a o a tsayang mo nokeng a tlaa fetoga madi mo mmung o o omeletseng.”

Exodus 4:30-31

Mme Arone a bua mafoko otlhe a Jehofa o a buileng le Moše, a ba a dira ditshupo mo ponong ya batho. Batho ba dumela; e rile ba utlwa fa Jehofa a lekotse bana ba Iseraele, a bile a bonye patikego ya bone, foo ba ikoba ditlhogo, ba obama.

Exodus 7:3

mme ke tlaa thatafatsa pelo ya ga Faro, ke ntsifatsa ditshupo tsa me le dikgakgamatso tsa me mo lefatsheng la Egepeto.

Exodus 7:9-12

“E re fa Faro a bua le lona a re lo itshupe ka kgakgamatso; foo o reye Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Faro, gore e fetoge noga.’ ” Moše le Arone ba tsena kwa go Faro ba dira jaaka Jehofa a ne a laotse; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Faro le fa pele ga batlhanka ba gagwe, mme ya fetoga noga. Foo Faro le ene a bitsa matlhale le baloi; le bone ba dira fela jalo ka mereo ya bone, e le bone dingaka tsa Egepeto. Ka gobo monna mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe, mme tsa fetoga dinoga; mme thobane ya ga Arone ya kometsa dithobane tsa bone.

Exodus 7:20-23

Moše le Arone ba dira jalo, jaaka Jehofa a laotse; a tsholetsa thobane, a itaya metsi a a mo nokeng mo ponong ya ga Faro, le mo ponong ya batlhanka ba gagwe; mme metsi otlhe fela a a mo nokeng a fetoga madi. Ditlhapi tse di mo nokeng tsa a swa; noka ya nkga sebodu, Baegepeto ba retelelwa ke go nwa metsi a noka; madi a nna fela mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Dingaka tsa Egepeto tsa dira fela jalo ka mereo ya tsone; pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile. Faro a menoga a ya a tsena mo ntlong ya gagwe, le gone golo mo a se ka a go baya mo pelong ya gagwe.

Exodus 8:1-7

Jehofa a bua le Moše a re: “Ya go tsena kwa go Faro, o mo reye o re: ‘Jehofa o bua jaana a re: Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ntirele. Fa o gana go ba lesa ba tsamaya, ke tlaa go itaya ka ntlha tsotlhe ka digwagwa: Noka e tlaa nyeula digwagwa, tse di tlaa tlhatlogang di tsena mo ntlong ya gago, le mo borobalong jwa gago, le mo bolaong jwa gago, le mo ntlong ya batlhanka ba gago, le mo bathong ba gago, le mo dipesetsong tsa gago, le mo megopong ya gago ya bodubelo: Digwagwa di tlaa tlhatlogela mo go wena le mo bathong ba gago, le mo batlhankeng ba gago botlhe fela.’ ” Jehofa a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlola thobane ya gago ka letsogo la gago godimo ga dinoka, godimo ga dinokana, le godimo ga makgelebe, o tlhatlosetse digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.’ ” Arone a otlolola letsogo la gagwe godimo ga metsi a Egepeto; mme digwagwa tsa tlhatloga tsa khurumetsa lefatshe la Egepeto. Dingaka tsa dira fela jalo ka mereo ya tsone, tsa tlhatlosa digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.

Exodus 8:16-19

Jehofa a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlolola thobane ya gago, o iteye lorole lwa lefatshe gore lo nne dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’ ” Ba dira jalo; Arone a otlolola letsogo la gagwe le tshotse thobane ya gagwe, a itaya lorole lwa lefatshe, mme ga nna dinta mo mothong le mo diruiweng; lorole lotlhe lwa lefatshe lwa nna dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Dingaka le tsone tsa dira jalo ka mereo ya tsone go ntsha dinta, mme tsa retelelwa. Ga nna dinta mo mothong le mo diruiweng. Foo dingaka tsa raya Faro tsa re: “Seo se, ke mongwana wa Modimo.” Mme pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile.

Exodus 8:20-24

Jehofa a raya Moše a re: “Phakela ka moso o eme fa pele ga Faro; bona, o tlaa tswa a ya kwa metsing; o mo reye o re: Jehofa o bua jaana a re: ‘Lesa batho ba me ba tsamaye, gore ba ntirele. E tlaa re fa o sa lese batho ba me ba tsamaya, bona, ke tlaa tlisa metshitshi ya dintshi mo go wena le mo batlhankeng ba gago, le mo bathong ba gago, le mo matlong a gago; mantlo a Baegepeto a tlaa tlatla metshitshi ya dintshi le one mmu o a emeng mo go one. Ke tlaa re mo tsatsing leo ke lomolole lefatshe la Gošene le batho ba me ba agileng mo go lone, gore go se ka ga nna metshitshi epe ya dintshi gone; gore o tle o itse fa ke le Jehofa mo gare ga lefatshe. Ke tlaa baya tomologano gare ga batho ba me le batho ba gago; e tlaa re ka moso sesupo se, se diragale.’ ” Jehofa a dira jalo; ga tla metshitshi e e boitshegang ya dintshi, ya tla mo ntlong ya ga Faro, le mo matlong a batlhanka ba gagwe, mo lefatsheng lotlhe la Egepeto lefatshe la bodisiwa ke metshitshi ya dintshi.

Exodus 9:1-7

Foo Jehofa a raya Moše a re: “Tsena kwa go Faro, o mmolelele o re: ‘Go bua jaana Jehofa Modimo wa Bahebere, a re: “Lesa batho ba gagwe ba tsamaye gore ba o direle. Gonne e tlaa re fa o gana go ba lesa ba tsamaya, fa o sa ntse o ba kganela, bona, seatla sa ga Jehofa se mo kgomong ya gago e e mo nageng, le mo dipitseng, le mo dieseleng, le mo dikameleng, le mo matlhapeng, le mo matsomaneng; go tlaa nna kgogodi e e boitshegang mo go tsone. Jehofa o tlaa lomologanya gare ga dikgomo tsa Iseraele le dikgomo tsa Egepeto; ga go nka go swa sepe sa dilo tsotlhe tse e leng tsa bana ba Iseraele. Jehofa a kaya lobaka lo lo tlhomilweng, a re e tlaa re ka moso Jehofa o tlaa dira seo se mo lefatsheng.” ’ ” Ya re ka moso Jehofa a dira selo seo, dikgomo tsotlhe tsa Egepeto tsa a swa; mme mo dikgomong tsa bana ba Iseraele ga se ka ga a swa epe. Faro a roma batho, mme bonang, ga bo go se epe ya dikgomo tsa Baiseraele e e suleng. Pelo ya ga Faro ya nna logwadi fela, a se ka a lesa batho ba tsamaya.

Exodus 9:8-12

Jehofa a raya Moše le Arone a re: “Tabolang molora wa leiso la leubelo ka diatla, Moše a o kubuelele kwa godimo mo ponong ya ga Faro. O tlaa nna lorole lo lo loupa mo lefatsheng lotlhe la Egepeto; lo tlaa nna diso tse di itshemang marophi mo mothong le mo kgomong, go ya le lefatshe lotlhe la Egepeto.” Ba tsaya molora wa leiso la leubelo, ba ema fa pele ga Faro; Moše a o kubuelela kwa godimo: wa nna diso tse di itshemang marophi mo mothong le mo kgomong. Dingaka tsa retelelwa ke go ema fa pele ga Moše ka ntlha ya diso; gonne diso di ne di le mo dingakeng le mo go Baegepeto botlhe fela. Jehofa a thatafatsa pelo ya ga Faro, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile le Moše.

Exodus 9:22-27

Jehofa a raya Moše a re: “Otlololela letsogo la gago kwa legodimong gore go ne sefako go ya le lefatshe lotlhe la Egepeto, mo mothong, mo kgomong, le mo merogong yotlhe ya naga, go ya le lefatshe lotlhe la Egepeto.” Moše a otlololela thobane ya gagwe kwa legodimong; Jehofa a tlisa tumo ya maru le sefako, molelo le one wa thelegela fa fatshe; mme Jehofa a nesa sefako mo lefatsheng la Egepeto. Jalo ga nna sefako, le molelo o tlhakanye le sefako, le molelo o tlhakanye le sefako, mo go boitshegang thata, mo go iseng go ko go nne jalo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, e sa le ka lobaka lo ba simologileng go nna morafe ka lone. Sefako sa itaaka tsotlhe tse di mo nageng go ya le lefatshe lotlhe la Egepeto, motho le kgomo; sefako sa ba sa itaaka merogo yotlhe ya naga, sa robaka ditlhare tsotlhe tsa naga. Fa e se mo lefatsheng la Gošene gosi fela, kwa bana ba Iseraele ba gone go ne go se na sefako. Faro a roma a ya go bitsa Moše le Arone, a ba raya a re: “Monomotlha ke leofile, Jehofa o tshiamo, nna le batho ba me re baikepi.

Exodus 10:12-16

Jehofa a raya Moše a re: “Otlololela lefatshe la Egepeto letsogo la gago gore tsie e tle, gore e tlhatlogele mo lefatsheng la Egepeto, e je merogo yotlhe ya lefatshe, e bong gotlhe mo go siilweng ke sefako.” Moše a otlololela lefatshe la Egepeto thobane ya gagwe, mme Jehofa a tsosetsa lefatshe phefo ya botlhabatsatsi ka letsatsi leo lotlhe le bosigo jotlhe; e rile bosigo bo o sa phefo ya botlhabatsatsi ya fitlhisa tsie. Tsie ya tlhatloga le lefatshe lotlhe la Egepeto ya ririana mo ntlheng tsotlhe tsa Egepeto; e ne e le poitshego e kgolo thata; pele ga tsone go ne go ise go ko go nne tsie epe e e ntseng jaaka eo, le morago ga go nka go nna epe e e ntseng jalo. Gonne ya khurumetsa sefatlhogo sa lefatshe lotlhe fela, lefatshe la ba la fifala; ya a ja merogo yotlhe ya lefatshe, le loungo lwa ditlhare lo sefako se lo siileng; ga se ka ga sala sepe se setala mo nageng, le fa e le setlhare, le fa e le morogo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Foo Faro a bitsa Moše le Arone ka potlako; a re: “Ke leofetse Jehofa Modimo wa lona, le lona.

Exodus 10:21-23

Jehofa a raya Moše a re: “Otlololela letsogo la gago legodimong gore go nne lefifi mo lefatsheng la Egepeto, e nne lefifi le le ka apaapiwang.” Moše a otlololela letsogo la gagwe legodimong; mme ga nna lefifi le le kwenneng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto ka malatsi a le mararo; batho ga ba a ka ba bonana, ga go a ka ga dira le ope yo o tlogang fa o gone ka malatsi a le mararo; bana ba Iseraele bone botlhe ba bo ba na le lesedi mo maagong a bone.

Exodus 12:29-33

Ga diragala ya re bosigogare Jehofa a bolaya bana ba ntlha botlhe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka ngwana wa ntlha wa ga Faro yo o dutseng mo setulong sa bogosi, go ya ngwaneng wa ntlha wa mogolegwi yo o mo moleteng, le maitibolo otlhe a dikgomo. Faro a tsoga bosigo, ene, le batlhanka botlhe ba gagwe le Baegepeto botlhe. Ga nna segajaja se segolo mo Egepeto; gonne go ne go se na ntlo epe e go nang moswi mo go yone. A bitsa Moše le Arone bosigo a re: “Nanogang, lo tswe mo gare ga batho ba me, lona le bana ba Iseraele, lo ye lo direle Jehofa jaaka lo buile. Tsayang matsomane a lona le matlhape a lona jaaka lo buile, lo yeng koo; le nna lo ntshegofatse.” Baegepeto ba potlakisa batho go ba ntsha mo lefatsheng ka bofefo; gonne ba re: “Re baswi rotlhe fela.”

Exodus 14:19-29

Moengele wa Modimo yo o ntseng a eteletse khuduga ya Iseraele pele, a huduga a ya a ba pota ka kwa morago; le mosipuri wa leru wa huduga fa pele ga bone, wa ema fa morago ga bone. Wa nna fa gare ga khuduga ya Egepeto le khuduga ya Iseraele; go bo go le leru le lefifi, le fa go ntshe jalo la sedifatsa mo bosigong; mme khuduga e nngwe ga e a ka ya atamela e nngwe bosigo jotlhe. Moše a otlololela lewatle letsogo la gagwe; mme Jehofa a busa lewatle ka morago bosigo jotlhe, ka phefo e e thata ya botlhabatsatsi, a dira lewatle lefatshe le le omeletseng, mme metsi a bo a tsetsereganye. Bana ba Iseraele ba tsena mo gare ga lewatle ba gata lefatshe le le omeletseng; metsi a bo a le lomota ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, le la molema. Baegepeto ba ba konatelela, ba ba sala morago ba tsena mo gare ga lewatle, dipitse tsotlhe tsa ga Faro le dikara tsa gagwe, le bapalami ba dipitse ba gagwe. Ga diragala ya re ka tiso ya makuku, Jehofa a okomela ntwa ya Baegepeto a le mo teng ga mosipuri wa molelo le wa leru, mme a nyerisa ntswa ya Baegepeto marapo. A somola maoto a dikara tsa bone, ga nna thata go di kgweetsa, Baegepeto ba bo ba re: “A re tshabeng sefatlhogo sa ga Iseraele, gonne Jehofa o a ba tlhabanela, o tlhabana le Baegepeto.” Jehofa a raya Moše a re: “Otlololela lewatle letsogo la gago gore metsi a boye a tle godimo ga Baegepeto, le mo dikareng tsa bone, le mo bapalaming ba dipitse ba bone.” Moše a otlololela lewatlhe letsogo la gagwe, mme ya re bosigo boo sa lewatle la boela mo thateng ya lone; Baegepeto ba tshaba ba tlhabaganye nalo; Jehofa a ribegetsa Baegepeto mo gare ga lewatle. Metsi a boa a khurumetsa dikara, le bapalami ba dipitse, e bong ntwa yotlhe ya ga Faro e e ba setseng morago e tsenye mo lewatleng; ga se ka ga sala le fa e le yo mongwe fela wa bone. Bana ba Iseraele ba tsamaya lefatshe le le omeletseng mo gare ga lewatle; metsi a bo a ntse lomota mo go bone ka fa ntlheng ya le legolo le la molema.

Exodus 15:26

a re: “Fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, o ba o dira se se siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, ga nketla ke go baya bolwetse bope jwa malwetse a ke a beetseng Baegepeto; gonne ke nna Jehofa yo ke go fodisang.”

Numbers 12:6

A re: “Utlwang jaana mafoko a me. Fa go na le moperofeti mo go lona, nna Jehofa ke tlaa mo ikitsise ka ponatshegelo, ke tlaa bua nae ka toro.

Numbers 14:22

E re ka batho bao botlhe ba ba bonyeng kgalalelo ya me, le ditshupo tsa me, tse ke di dirileng kwa Egepeto, le mo nageng, le fa go ntse jalo ba ntekile ka dipaka tse some tse, mme ba se ka ba reetsa lentswe la me;

Deuteronomy 4:11-13

“Lwa atamela lwa ema ka fa tlase ga thaba, mme thaba ya tuka molelo, wa tukela kwa bogareng ja legodimo, go bile ga nna lefifi, le maru, le lefifi le le kwenneng. Jehofa a bua le lona a le mo gare ga molelo; lo no lwa utlwa lentswe le le buang, mme lo se ka lwa bona popego epe, lwa utlwa lentswe fela. A lo bolelela kgolagano ya gagwe, e o e lo laoletseng gore lo e dire, e bong ditaolo tse some, mme a di kwala mo matlapeng a le mabedi.

Deuteronomy 4:33-34

A tšhaba nngwe e kile ya utlwa lentswe la Modimo, gongwe le bua le le mo gare ga molelo, jaaka wena o utlwile, mme ya tshela? Kgotsa a Modimo o kile wa leka go ya go itseela morafe mo gare ga morafe o mongwe ka diteko, ka ditshupo, ka dikgakgamatso, le ka dintwa, ka letsogo la bonatla, ka letsogo le le otlologileng le ka ditheregiso tse dikgolo, jaaka tsotlhe tse Jehofa Modimo wa lona o di lo diretseng kwa Egepeto fa pele ga matlho a lona?

Deuteronomy 6:22

mme Jehofa a dira ditshupo le dikgakgamatso tse dikgolo, le tse di botlhoko, mo Egepeto le mo go Faro, le mo ntlong yotlhe ya gagwe, fa pele ga matlho a rona,

Deuteronomy 7:15

Jehofa o tlaa tlosa bolwetse jotlhe mo go wena; ga a ketla a baya mo go wena bolwetse bope jwa matlhoko a a bosula a Egepeto, a o a itseng; o tlaa a baya mo go botlhe ba ba go ilang.

Deuteronomy 7:19

diteko tse dikgolo tse matlho a gago a di bonyeng, le ditshupo, le dikgakgamatso, le letsogo la nonofo, le letsogo le le otlologileng, dilo tse Jehofa Modimo wa gago o go ntshitseng ka tsone; Jehofa Modimo wa gago o tlaa direla jalo ditšhaba tsotlhe tse o di boifang.

Deuteronomy 8:3-4

O ne a go isa tlase, a go bolaisa tlala, a go otla ka mana, a o ne o sa a itse, le fa e le bone borraeno ba ne ba sa a itse; gore a go itsise fa motho a sa tshele ka dijo di le tsosi, fa e se gore, motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa. Diaparo tsa gago ga di a ka tsa go onalela, le lonao lwa gago ga lo a ka lwa ruruga, ka dinyaga tse di 40 tse.

Deuteronomy 34:10-12

E sa le jalo, ga go ise go bo go tsoge moperofeti mo Iseraele yo o tshwanang le Moše, yo Jehofa o ne a mo itse go lebanywe difatlhogo. Mo ditshupong tsotlhe le dikgakgamatso tse Jehofa o ne a mo roma gore a di dire mo lefatsheng la Egepeto, mo go Faro, le mo batlhankeng botlhe ba gagwe, le mo lefatsheng lotlhe la gagwe, le mo letsogong lotlhe la nonofo, le mo poifisong e kgolo yotlhe, dilo tse Moše a di dira mo ponong ya Baiseraele botlhe fela.

Joshua 3:14-17

Ga dirala, ya re batho ba tloga mo megopeng ya bone, ba ya go kgabaganya Joretane, baperesiti ba ba rweleng letlole la kgolagano ba bo ba le fa pele ga batho; erile ba ba rweleng letlole ba fitlha mo Joretane, dinao tsa baperesiti ba ba rweleng letlole di inwa fa masegong a metsi (gonne Joretane o tle o penologele dimota tsotlhe tsa one ka lobaka lotlhe lwa thobo), metsi a a tswang kwa godimo a fitlha a ema, a gogomoga a nna mokoa o le mongwe fela, wa ya go fitlha kwa kgakala, kwa Atame, motse o o bapileng le Sarethane; mme a a elelang ntlheng ya lewatle la Areba, e bong Lewatle la Letswai, a kgaogela ruri; batho ba kgabaganya ba lebaganye le Jeriko fela. Baperesiti ba ba rweleng letlole la kgolagano ya ga Jehofa ba ema ba tsepame fa fatshe go omeletse, fa gare ga Joretane, mme Baiseraele botlhe ba kgabaganya mo lefatsheng le le omeletseng, ga tsamaya morafe otlhe wa kgabaganya Joretane.

Joshua 6:15-20

Ga dirala ya re ka letsatsi la bosupa ba phakela thata ka makuku, ba potonoga motse gasupa ka mokgwa oo fela; fa e se go re ka tsatsi leo ba potonoga motse gasupa. Ga dirala ya re ka lwa bosupa ka baperesiti ba letsa dinaka, Jošua a raya batho, a re: “Thelang lošalaba; gonne Jehofa o lo neile motse. Motse a o neelelwe, e bong one le tsotlhe tse di mo go one, a o neelelwe Jehofa; Rahabe seaka ke ene esi yo o tlaa tshelang, ene le botlhe ba o nang nabo mo ntlong, ka a fitlhile barongwa ba re ne re ba romile. Lona, le gale lo ikefe mo go se se neeletsweng, e se ka ya re lo sena go se neelela, lwa tsaya ga se se neeletsweng; jalo lwa dira bothibelelo jwa Iseraele go hutsega, mme lwa bo kgobera. Mme selefera sotlhe le gouta, le dilwana tsa kgotlho le tsa tshipi, di boitshepelo Jehofa, di tlaa tla mo polokelong ya ga Jehofa.” Jalo batho ba thela lošalaba, le baperesiti ba letsa dinaka: ga dirala, ya re batho ba utlwa modumo wa phala, batho ba thela lošalaba lo logolo, lorako lwa salalagana, mme batho ba palamela mo motseng, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae, ba thopa motse.

Joshua 10:12-13

Foo Jošua a bua le Jehofa ka tsatsi le Jehofa o neetseng Baamore mo seatleng sa bana ba Iseraele ka lone, a bua mo ponong ya Iseraele, a re: “Wena Letsatsi, sisibala godimo ga Gibeone, le wena Kgwedi mo molapong wa Aijalone.” Letsatsi la sisibala, le kgwedi ya ema, ga tsamaya morafe wa ipusolotsetsa baba ba one. Moo, a ga go a kwalwa mo lokwalong lwa ga Jašare? Letsatsi la ema gare ga legodimo, le se ka la itlhaganelela go phirima e ka ne e le ka tsatsi lotlhe fela.

Judges 14:5-6

Foo Samesone a ya kwa Timena, a na le rraagwe le mmaagwe, a fitlha mo masimong a mafine a Timena; mme ledumedi la mo ratlatlela. Mowa wa ga Jehofa wa tla mo go ene ka thata, a le gagola jaaka fa a ka bo a gagola potsane, o ne a sa tshola sepe; mme a se ka a bolelela rraagwe le mmaagwe se o se dirileng.

Judges 16:29-30

Samesone a tshwara maotwana a mabedi a gare, a ntlo e emeng mo go one, a ikaega mo go one, mo go lengwe ka letsogo le legolo, mo go le lengwe ka la molema. Samesone a re: “A ke swe le Bafilisitia.” A inama ka thata yotlhe ya gagwe; mme ntlo ya wela mo bareneng, le mo bathong botlhe ba ba mo go yone. Jalo baswi ba o ba bolaileng ka lobaka lwa loso lwa gagwe ba ne ba le bantsi go feta ba o ba bolaileng a sa tshedile.

1 Samuel 5:2-4

Bafilisitia ba tsaya letlole la Modimo, ba le isa mo ntlong ya ga Dagone, ba le baya fa go Dagone. Ya re ka moso, Baašetoto ba phakela ba tsoga, ba fitlhela Dagone a wetse fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga letlole la ga Jehofa. Ba tsaya Dagone, ba mmaya mo bonnong jwa gagwe gape. E rile ba phakela ba tsoga ka moso o mongwe, ba fitlhela Dagone a wetse gape fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga letlole la ga Jehofa, tlhogo ya ga Dagone le diatla tsa gagwe tsoo pedi tsa bo di komogile, di komogetse fa serepoding; Dagone a setse a le komota fela.

1 Samuel 5:6-12

Letsogo la ga Jehofa la nna boima mo go bone Baašetote, mme a ba senya, a ba betsa ka ditlhagala, e bong Ašetote le ba didikadike tsa gone. E rile batho ba Ašetote ba bona fa go ntse jalo, ba re: “Letlole la Modimo wa Iseraele ga le ketla le nna mo go rona; gonne letsogo la one le mo go rona mo go botlhoko, le mo go Dagone modimo wa rona.” Ke gone ba roma ba phuthela barena botlhe ba Bafilisitia kwa go bone ba re: “Ana re tlaa dirang ka letlole la Modimo wa Iseraele?” Ba fetola, ba re: “A letlole la Modimo wa Iseraele le isiwe kwa Gathe.” Mme ba isa letlole la Modimo wa Iseraele gone. E rile ba sena go le dikolosa, letsogo la ga Jehofa la tlhabana le motse ka tseakanyo e kgolo; a itaya banna ba motse, bannye le bagolo, ba duwa ke ditlhagala. Jalo ba isa letlole la Modimo kwa Ekerone. Ga dirala ya re letlole la Modimo le tla mo Ekerone, Baekerone ba goeletsa ba re: “Ba lerile letlole la Modimo wa Iseraele mo go rona go re bolaya le batho ba rona.” Ke gone ba roma ba ya go phutha barena botlhe ba Bafilisitia, ba re: “A letlole la Modimo wa Iseraele le tsamaye, le boele kwa ga lone, gore le tle le se ka la re bolaya le batho ba rona;” gonne go ne go le tseakanyo ya loso go ya le motse otlhe fela; letsogo la ga Jehofa le ne le le boima thata gone. Banna ba ba se kang ba swa ba itewa ka ditlhagala tseo; mme go gala ga motse ga tlhatlogela legodimong.

1 Samuel 6:19-20

A itaya banna ba Bethešemeše, ka ba okometse mo letloleng la Jehofa a itaya banna ba le 70 ba bone batho, le banna ba le 50 000; batho ba lela gonne Jehofa a kgemetha batho ka polao e kgolo. Banna ba Bethešemeše ba re: “E mang yo o nonofileng go ema fa pele ga Jehofa, Modimo o o boitshepo o? O tlaa tlhatlogela kwa go mang, o tswa mo go rona?”

1 Samuel 17:34-37

Mme Dafite a raya Saule a re: “Motlhanka wa gago o ne a disitse dinku tsa ga rraagwe; e rile go tla tau le bera, di tsaya kwanyana ya letsomane, ka di latela, ka di bolaya, ka golola kwanyana mo ganong la tsone; ya re di re di a ntlolela, ka di tshwara ka ditedu, ka di onya, ka di bolaya. Motlhanka wa gago a bolaya tau le bera ka bobedi jwa tsone; mme Mofilisitia yo o sa rupang yo, o tlaa nna jaaka nngwe wa tsone, ka a kgobile dintwa tsa Modimo o o tshedileng.” Dafite a re: “Jehofa yo o nkgolotseng mo leroong la tau le mo leroong la bera, o tlaa nkgolola mo seatleng sa Mofilisitia yo.” Saule a raya Dafite a re: “Ya fela, Jehofa o tlaa nna nao.”

1 Samuel 17:45-51

Foo Dafite a raya Mofilisitia a re: “O tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo, le ka putlela, mme nna ke tla kwa go wena mo ineng la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa dintwa tsa Iseraele, yo o mo kgobileng. Jehofa o tlaa go tsenya mo seatleng sa me gompieno; mme ke tlaa go bolaya, ke tlosa tlhogo ya gago; ditoto tsa ntwa ya Bafilisitia ke tlaa di naya dinonyane tsa loapi gompieno, le dibatana tsa naga, gore lefatshe lotlhe le itse fa go na le Modimo mo Iseraele. Le gore, phuthego e, yotlhe, e itse fa Jehofa a sa golole ka tšhaka le ka lerumo; gonne tlhabano ke ya ga Jehofa, o tlaa lo tsenya mo seatleng sa rona.” Ga dirala ya re Mofilisitia a nanoga, a tla a atamela go tla go kopana le Dafite, Dafite a itlhaganela, a sianela kwa ntweng a ya go kopana le Mofilisitia. Dafite a tsenya letsogo mo kgwatlheng ya gagwe, a ntsha lentswe gone, a le konopela ka motsekedi, a gatla Mofilisitia mo phatleng; lentswe la tsena mo teng ga phatla ya gagwe, a wela ka sefatlhogo fa fatshe. Dafite a fenya Mofilisitia ka motsekedi le ka lentswe, a gatla Mofilisitia a mmolaya; go ne go se na tšhaka mo seatleng sa ga Dafite. Foo Dafite a siana, a ya a ema fa go Mofilisitia, a tshwara tšhaka ya gagwe, a e somola mo kgatlheng ya yone a mmolaya, a mo kgaola tlhogo ka yone. E rile Bafilisitia ba bona fa seganka sa bone se sule, ba tshaba.

2 Samuel 6:6-7

E rile ba fitlha mo seboping sa pholelo sa ga Nakone, Usa a ntshetsa letlole la Modimo letsogo, a le tshwara; ka dikgomo di ne di tilatila. Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Usa, mme Modimo wa mo iteela gone ka ntlha ya timelo ya gagwe; mme a swela gone fa letloleng la Modimo.

1 Kings 17:1

Mme Elija wa Motišebe, yo o neng e le wa banni ba Gileate, a raya Ahabe a re: “Jaaka Jehofa, Modimo wa Iseraele, a tshedile yo ke emang fa pele ga gagwe, ga go ketla go na monyo le fa e le pula ka dinyaga tseno fa e se ka fa lefokong la me.”

1 Kings 17:12-16

Mme a re: “Jaaka Jehofa Modimo wa gago a tshedile, ga ke na senkgwe, fa e se boupenyana mo nkgwaneng bo lekanye seatla fela, le lookwanenyane mo kurwaneng; mme bona, ke sela dikgonnyana di le pedi, ke re ke tsena ke ya go bo ipaakanyetsa le morwaake, gore re bo je, mme re itse go swa.” Elija a mo raya a re: “O se ka wa boifa; ya o dire jaaka o buile; mme o ntirele senkgwenyana ka jone pele, o se ntlele kwano ntle, morago ga moo o itirele le morwao. Gonne Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana a re: ‘Boupe mo nkgwaneng ga bo ketla bo ngotlega, le lookwane mo kurwaneng ga lo ketla lo fela go tsamaya letsatsi le tla, le Jehofa o tlaa nesang pula ka lone mo lefatsheng.’ ” A ya a dira jaaka polelo ya ga Elija; ene mosadi, le ene Elija le ba ntlo ya mosadi, ba ja ka malatsi a le mantsi. Boupe ga bo a ka jwa ngotlega mo nkgwaneng, lookwane mo kurwaneng ga lo a ka lwa fela, jaaka lefoko la ga Jehofa le o le buileng ka Elija.

1 Kings 17:17-24

Ga dirala ya re morago ga dilo tse, morwa mosadi yoo, mong wa ntlo, a tsogelwa ke bolwetse; mme bolwetse jwa gagwe jwa befa thata, mowa wa ba wa se ka wa sala mo go ene. Mosadi a raya Elija a re: “Ke dirang ka wena, wena motho wa Modimo? A o tsile mo go nna go tla go nkgakolola boleo jwa me, le go bolaya morwaake?” A mo raya a re: “Nneela morwao.” Mme a mo tsaya mo sehubeng sa mosadi, a mo isa mo ntlwaneng e e godimo, kwa o ne a nna gone, a mmaya mo bolaong jwa gagwe. A goela kwa go Jehofa, a re: “Jehofa Modimo wa me, a o bile o lerile bosula mo motlholagading yo ke jakileng mo go ene, ka go bolaya morwawe?” A ikotlololela mo ngwaneng gararo, a goela kwa go Jehofa a re: “Jehofa Modimo wa me, ke a go rapela, a ko o mme mowa wa ngwana yo o boele mo go ene.” Jehofa a reetsa lentswe la ga Elija; mme mowa wa ngwana wa boela mo go ene, mme a rulwa. Elija a tsaya ngwana, a mo folosa kwa ntlwaneng a mo lere mo ntlong, a mo neela mmaagwe; mme Elija a re: “Bona, morwao o tshedile.” Mosadi a raya Elija a re: “Jaanong ke a itse fa o le motho wa Modimo, le gore lefoko la ga Jehofa mo molomong wa gago ke boammaaruri.”

1 Kings 18:32-39

A agela leina la ga Jehofa sebeso ka maje ao; a epa mosele tikologong ya sebeso, o lekanye dielo di le pedi tsa peo. A rulaganya dikgong, a kgabetlela kgomo, a e baya mo dikgonnyeng. Mme a re: “Gelelang dinkgwana di le nne metsi di tlale, lo a thele mo tshupelong e e fisiwang, le mo dikgonnyeng.” A re: “Dirang jalo lwa bobedi”; ba dira jalo lwa bobedi. A re: “Dirang jalo lwa boraro”; ba dira jalo lwa boraro. Mme metsi a ela tikologong ya sebeso; le gone a thela metsi mo moseleng wa tlala. Ga dirala ya re lobaka lwa fa go isiwa seromololo sa maitsebowa, Elija moperofeti a atamela, a re: “Jehofa Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake, le wa ga Iseraele, a go itsiwe gompieno fa o le Modimo mo Iseraele, le go re, nna ke motlhanka wa gago, le go re ke dirile dilo tsotlhe tse ka lefoko la gago. Nkutlwa Jehofa, o nkutlwe gore batho ba, ba itse fa wena Jehofa o le Modimo, le go re o bile o bositse dipelo tsa bone.” Foo molelo wa ga Jehofa wa wa, mme wa nyeletsa tshupelo e e fisiwang le dikgong, le maje, le lorole, wa ba wa latswa metsi a a mo moseleng. Ya re batho botlhe ba go bona, ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba re: “Jehofa ke ene Modimo; Jehofa ke ene Modimo!”

2 Kings 2:8

Elija a tsaya kobo ya gagwe a e menaganya, a fopha metsi, mme a kgaoganela kwano le kwa, mme bone boo babedi ba kgabaganya ba gata lefatshe le le omeletseng.

2 Kings 2:11-14

Ga dirala, ya re ba ntse ba tswelela pele, ba ntse ba bua, bonang, ga bonala kara ya molelo, le dipitse tsa molelo, tsa ba kgaoganya boo babedi; mme Elija a tlhatlogela kwa legodimong ka sefefo. Eliša a go bona, mme a re: “Rra wee! Rra wee! Dikara tsa Iseraele le bapalami ba tsone.” Mme a se ka a tlhola a mmona; a tshwara diaparo tsa gagwe, a di gagoganya sebedi. A tsaya le yone kobo ya ga Elija e e oleng mo go ene, a bowa, a ema fa losing lwa Joretane. A tsaya kobo ya ga Elija e e oleng mo go ene, a fopha metsi, a re: “Jehofa Modimo wa ga Elija o kae?” E rile ene a sena go fopha metsi, a kgaoganela kwano le kwa; mme a kgabaganya.

2 Kings 2:23-24

A tloga gone a ya Bethele; ya re a tsamaya a le mo tseleng, ga tswa banyana mo motseng, ba mo sotla, ba mo raya ba re: “Tlhatloga logatadima! Tlhatloga logatadima!” A gadima, a ba bona, a ba hutsa mo ineng la ga Jehofa. Mme ga tswa dibera tse dinamagadi di le pedi mo sekgweng, tsa gagola bana ba le 42 mo go bone.

2 Kings 4:2-7

Eliša a mo raya a re: “Ke tlaa go direlang? Mpolelela, o na le eng mo ntlong?” A re: “Lelata la gago ga le na sepe mo ntlong, fa e se nkgwanyana ya lookwane.” Foo a re: “Ya o adime dinkgwana mo go bagaeno botlhe fela, e bong dinkgwana tse di se nang sepe; o di adime di se dinnye. O tsene mo ntlong, o itswalele mo teng le bomorwao, o bo o thele lookwane mo dinkgwaneng tseo tsotlhe; tse di tletseng o di beye fa thoko.” Jalo a tloga fa go ene a ya a itswalela le bomorwawe; bone ba isa dinkgwana kwa go ene, ene a di thela. Ga dirala ya re dinkgwana di sena go tlala, a raya morwawe a re: “Ba o nteretse nkgwana e nngwe gape.” A mo raya a re: “Ga go tlhole go le nkgwana epe.” Mme lookwane lwa ema. Foo a tla a bolelela monna wa Modimo. Ene a re: “Ya o rekise lookwane, o duele molato wa gago, o tshele ka lo lo tlaa salang, wena le bomorwao.”

2 Kings 4:32-35

Ya re Eliša a sena go tla mo ntlong, bonang, ngwana a bo a sule, a bile a beilwe mo bolaong jwa gagwe. Foo a tsena, a ikgoseletsa mo ntlong ba le babedi nae, a rapela Jehofa. A ya a rapama mo godimo ga ngwana, a baya molomo wa gagwe mo molomong wa gagwe, le matlho mo matlhong a gagwe, le diatla tsa gagwe mo diatleng tsa gagwe; a ikotlololela mo go ene; mme nama ya ngwana ya thuthafala. Foo a boa, a tsamayatsamaya mo ntlong gangwe fela; a ba a ya a ikotlololela mo go ene; mme ngwana a ethimola gasupa, ngwana a ba a budulola matlho.

2 Kings 4:40-44

Ba tsholela banna bao, gore ba je. Ga dirala ya re ba ja logodu ba goa ba re: “Monna wa Modimo wee, go na le loso mo pitseng!” Mme ba retelelwa ke go e ja. A re: “Lereng boupe.” A bo fagela mo pitseng, a re: “Tsholelang batho gore ba je.” Mme ga bo go sa tlhole go le molato ope mo pitseng. Ga tla monna mongwe a tswa Baale-Šališa, a lereditse monna wa Modimo dinkgwe tsa mabutswapele, dinkgwe tsa barele di le 20, le diako tse dintšha tsa mabele mo kgetsing ya gagwe. Mme a re: “Nayang batho ba je.” Mme motlhanka wa gagwe a re: “Wa reng? A ke ke beye go mo fa pele ga banna ba le lekgolo?” Mme ene a re: “Naya batho fela, gore ba je; gonne Jehofa o bua jaana, a re: ‘Ba tlaa ja ba ba ba sadisa.’ ” Mme a se baya fa pele ga bone, mme ba ja, ba sadisa, jaaka lefoko la ga Jehofa.

2 Kings 5:10-14

Eliša a roma motho kwa go ene, a re: “Ya o tlhape gasupa mo Joretane, mme nama ya gago e tlaa ba e boela mo go wena, o tlaa ntlafala.” Mme Naamane a nna bogale, a tsamaya, a re: “Bona, ke itheile ka re, ruri o tlaa tswela kwa go nna, a ema, a bitsa leina la ga Jehofa Modimo wa gagwe, a fokela felo fa go botlhoko ka letsogo la gagwe, a alafa molepero a fola. Abana le Farepare, dinoka tsa Damaseko, a ga di molemo bogolo go metsi otlhe a Iseraele? A ga ke kake ka tlhapa mo go tsone ka ntlafala?” Mme a retologa, a tsamaya a le bogale. Batlhanka ba gagwe ba atamela ba bua nae, ba re: “Rra wee, fa moperofeti a ka bo a go laotse gore o dire sengwe se segolo, a o ne o se ketla o se dira? Bogolo jang ka e le fa a go raya a re: ‘Tlhapa, mme o ntlafale?’ ” Foo a fologa a ikina gasupa mo Joretane, jaaka polelo ya monna wa Modimo; mme nama ya gagwe ya bowa, ya tshwana le nama ya ngwanyana fela, a ntlafetse.

2 Kings 6:5-7

Mme ya re mongwe a rema mosipuri, tlhogo ya selepe ya wela mo metsing; mme a goa a re: “Ijaa! Mong wa me! Gonne se ne se adimilwe.” Monna wa Modimo a re: “E wetse fa kae?” A mo kaela felo. Mme a kgetla thupa, a e latlhela gone, mme a bilola tshipi. A re: “E tseye.” Mme a ntsha letsogo, a e tsaya.

2 Kings 6:8-12

Jaana kgosi ya Siria ya tlhabana le Baiseraele, mme ya gakololana le batlhanka ba yone, ya re: “Bothibelelo jwa me bo tlaa nna kwa bolebelebe.” Mme monna wa Modimo a roma kwa kgosing ya Iseraele, a re: “O itise, o se ka wa feta ka bolebe; gonne Basiria ba fologela gone.” Kgosi ya Iseraele ya roma motho gone kwa monna wa Modimo o go mmoleletseng a mo tlhagisa ka ga gone; mme a ipoloka ka ga gone e seng gangwe fela le fa e le gabedi. Pelo ya kgosi ya Siria ya rwalelesega thata ka ga selo se; ya bitsa batlhanka ba yone, ya ba raya ya re: “A ga lo nkaele gore e mang mo go rona yo o ntlheng ya kgosi ya Iseraele?” Mongwe wa batlhanka ba gagwe a re: “Nnyaa, kgosi, morena wa me; Eliša, moperofeti yo o mo Iseraele o bolelela kgosi ya Iseraele, le mafoko a o a buang mo ntlwaneng ya gago ya borobalo.”

2 Kings 6:15-20

E rile motlhanka wa monna wa Modimo a phaketse, a tswetse kwa ntle, bonang, ntwa ya bo e dikile motse, e na le dipitse le dikara. Motlhanka wa gagwe a mo raya a re: “Ija, mong wa me we! Re tlaa dira jang?” A mo fetola a re: “Se boife; gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” Eliša a rapela a re: “Jehofa, ke a go rapela, budulola matlho a gagwe gore a bone.” Jehofa a budulola matlho a lekau; mme a leba, mme bonang, thaba ya bo e tletse dipitse le dikara tsa molelo tikologong ya ga Eliša. Ya re ba fologela kwa go ene, Eliša a rapela Jehofa, a re: “Ke a go rapela, a ko o iteye batho ba ka bofofu.” Mme a ba itaya ka bofofu, jaaka lefoko la ga Eliša. Eliša a ba raya a re: Tsela e ga se yone, le motse ga se one, ntshalang morago, ke tlaa lo fitlhisa kwa monneng yo lo mmatlang. A ba gogela kwa Samaria. Ga dirala e rile ba sena go fitlha mo Samaria, Eliša a re: “Jehofa, budulola matlho a banna ba, gore ba bone.” Mme Jehofa a budulola matlho a bone, mme ba leba; mme bonang, ba bo ba le fa gare ga Samaria.

2 Kings 13:21

Ga dirala ya re ba fitlha monna mongwe, bonang, ba kwaya setlhopha sengwe; ba latlhela monna yoo mo phupung ya ga Eliša; ya re monna yoo a ama marapo a ga Eliša, a rulwa, a ema ka dinao.

2 Kings 20:9-11

Isaia a re: “Selo se e tlaa nna sesupo mo go wena se se tswang mo go Jehofa, sa go re Jehofa o tlaa dira selo se o se buileng: a ke moriti o ka sutela kwa pele direpudi di le some, kgotsa o ka boela kwa morago direpudi di le some?” Hesekia a mo fetola a re: “Go bofefo mo moriting go fologa direpudi di le some; nnyaa, a moriti o boele kwa morago direpudi di le some.” Isaia moperofeti a goela kwa go Jehofa: mme a busetsa moriti kwa morago direpudi di le some, tse o ne o fologile ka tsone mo direpuding tsa ga Ahase.

2 Chronicles 16:12

E rile ka ngwaga wa 39 wa puso ya gagwe Asa, a nna molwetse mo dinaong; bolwetse jwa gagwe bo ne bo le botona thata; mme mo bolwetseng joo ga a a ka a batla Jehofa, fa e se dingaka fela.

2 Chronicles 26:16-20

E rile a sena go nna thata, pelo ya gagwe ya tsholetsega a ba a tla a dira ditiro tsa sebodu, a leofela Jehofa, Modimo wa gagwe; gonne o ne a ya mo tempeleng ya ga Jehofa a ya go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo. Asaria moperesiti a tsena a mo setse morago, a na le baperesiti ba ga Jehofa ba le 80, ba e neng e le diganka tse di pelokgale. Ba ganela le kgosi Usia, ba mo raya ba re: “Usia, ga se ga gago go fisetsa Jehofa maswalo, fa e se ga baperesiti bomorwa Arone fela, ba ba lomololetsweng go fisa maswalo; tswa mo felong ga boitshepo; gonne o tlodile; le gone ga e ketla e nna tlotlo e e tswang mo go Jehofa Modimo mo go wena.” Foo Usia a nna bogale; mme o ne a tshotse leiswana mo seatleng, la go fisa maswalo; o rile a sa ntse a le bogale le baperesiti, lepero la tsoga mo phatleng ya gagwe fa pele ga baperesiti, mo ntlong ya ga Jehofa, fa sebesong sa maswalo. Asaria moperesiti yo mogolo, le baperesiti botlhe, ba mo leba, mme bonang, a bo a le lepero mo phatleng, mme ba mo ntsha gone ka bonako; ee, le ene a itlhaganela go tswela kwa ntle, gonne Jehofa o na a mo iteile.

Nehemiah 9:10

Wa dira ditshupo le dikgakgamatso mo go Faro, le mo batlhankeng botlhe ba gagwe, le mo bathong botlhe ba lefatshe la ga gabo; gonne o ne o itse fa ba dira ka boikgodiso mo go bone; mme wa itirela leina jaaka le ntse gompieno.

Job 5:8-9

Mme ka ga me, ke rata go batlela kwa Modimong; ke rata go neela Modimo mafoko a me a tsheko; o o dirang dilo tse dikgolo le tse di se nang bokankabetso, dilo tse di gakgamatsang, tse di se nang palo.

Job 13:4

Lona lo balogi ba maaka lotlhe fela, lo dingaka tse di se nang tiro.

Psalms 30:2

Jehofa, Modimo wa me, ke go ikuetse, mme o mphodisitse.

Psalms 41:3-4

Jehofa o tlaa mo oka a le mo bolaong jwa topetego; o a tle o mo alele bolao jwa gagwe gotlhe fela mo bolwetseng jwa gagwe. Ke rile: “Jehofa, a ko o nkutlwele botlhoko; fodisa mowa wa me; gonne ke go leofetse.”

Psalms 77:14

Wena o Modimo o o dirang dikgakgamatso; o itsisitse ditšhaba thata ya gago.

Psalms 103:3-5

yo o itshwarelang maikepo otlhe a gago; a fodise malwetse a gago otlhe fela; yo o rekololang botshelo jwa gago mo tshenyegong; a go rwese tlhogo ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko a manana; yo o kgorisang legano la gago ka dilo tse di molemo; bokau jwa gago boo bo tle bo šafadiwe bo nne jaaka jwa ntswi yo motona.

Psalms 147:3

O fodisa ba ba pelo di phatlogileng, o fapa matsanko a bone.

Isaiah 7:14

Ke gone ka moo Morena ka esi o tlaa lo nayang sesupo; bonang kgarebane e tlaa ithwala, e tlaa belega ngwana wa mosimane, e tlaa mo raya leina, e re: Imanuele.

Isaiah 53:5

O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe.

Jeremiah 30:17

Gonne ke tlaa busetsa go fola mo go wena, ke tlaa go fodisa dintho, go bua Jehofa; gonne ba go biditse molatlhwa ba re: ‘Ke Sione yo o sa batlweng ke ope.’ ”

Jeremiah 32:20-21

Yo o kileng wa baya ditshupo le dikgakgamatso mo lefatsheng la Egepeto, le gompieno mo go Baiseraele, le mo gare ga batho ba bangwe; mme wa itirela leina jaaka go ntse gompieno; wa ntsha batho ba gago Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto ka ditshupo, le ka dikgakgamatso, ka letsogo le le otlologileng, le ka theregiso e kgolo;

Ezekiel 37:1-10

Seatla sa ga Jehofa se ne se le mo go nna, mme a nkisa kwa ntle ke le mo moweng wa ga Jehofa, a mpaya mo gare ga mogogoro; mme wa bo o tletse marapo. Mme a a mpotonosa, mme bonang, a bo a le mantsi thata mo mogogorong mo lobaleng fela; mme bonang, a bo a omeletse thata. Mme a nthaya a re: “Morwa motho, a marapo a, a ka tshela?” Mme ka mo fetola ka re: “Go itse wena, Morena Modimo.” Gape a nthaya, a re: “Perofesetsa mo godimo ga marapo a, mme o a reye o re: Lona marapo a a omeletseng utlwang lefoko la ga Jehofa. Morena Modimo o raya marapo jaana, a re: Bonang, ke tlaa tsenya mowa mo go lona, mme lo tlaa tshela. Ke tlaa baya mesifa mo go lona, ke tlaa medisa nama mo go lona, ke lo khurumetsa ka letlalo, ke tsenya mowa mo go lona, mme lo tlaa tshela; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa.” Jalo ka perofesa jaaka ke laotswe, mme ya re ke perofesa, ga tsoga modumo, mme bonang, ga nna thoromo ya lefatshe, mme marapo a kopana, lesapo mo lesapong le o rraa lone. Ka leba, mme bonang, ga bo go le mesifa mo go one, le nama ya mela, letlalo la a khurumetsa godimo; mme ga bo go se na mowa mo go one. Foo a nthaya, a re: “Perofesetsa phefo, perofesa, wena morwa motho, o reye phefo o re: Morena Modimo o bua jaana, a re: Tswa mo diphefong tsoo nne, wena mowa, o budulele babolaiwi ba, gore ba tshele.” Jalo ka perofesa jaaka a ntaotse, mme mowa wa tsena mo go bone, mme ba tshela, ba ema ka dinao, e le ntwa e kgolo thata.

Daniel 2:26-30

Kgosi ya bua, ya raya Daniele yo leina la gagwe e ne e le Beletešasare ya re: “A o nonofile go nkitsise toro e ke e bonyeng le phuthololo ya yone?” Daniele a fetola fa pele ga kgosi a re: “Selo se se sa itsiweng se kgosi e se boditseng, go le batlhale, go le dingaka, go le baitseanape, go le baloi, ga ba kake ba se supetsa kgosi. Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme one o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tlaa dirafalang mo metlheng ya kwa bofelong. Toro ya gago, le diponatshegelo tsa tlhogo ya gago mo bolaong jwa gago ke tse: “Ka ga gago, kgosi, megopolo ya gago ya go tlela o le mo bolaong jwa gago, ke go re, dilo tse di tlaa namang di dirafala; mme yo o senolang dilo tse di sa itsiweng o go itsisitse dilo tse di tlaa dirafalang. Ka ga me, bosaitsiweng jo ga ke a bo senolelwa ka ntlha ya botlhale bongwe jo ke nang najo go feta batshedi ba bangwe, fa e se ka boikaelelo jwa gore phuthololo e itsisiwe kgosi, le gore o itse megopolo ya pelo ya gago.

Daniel 3:19-30

Foo Nebukatenesare a tlala tšararego, mme tebego ya sefatlhogo sa gagwe ya bo e fetogetse Shaterake, le Mešeke, le Abetenego; ke gone ka moo a bua, a laola gore ba gotedise bokepiso ga supa bogolo go tlwaelo ya jone go gotedisiwa ga gale. A laola banna bangwe ba diganka ba mephato ya gagwe, gore ba bofe Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, le go ba latlhela mo bokepisong jo bo molelo jo bo tukang. Foo banna bao ba bofelwa mo marukgweng a bone, le mo ditlhorong tsa bone, le mo dikobong tsa bone, le mo diaparong tse dingwe tsa bone, mme ba latlhelwa mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang. Ke gone ya re ka taolo ya kgosi e ne e ba potlakisa, le bokepiso bo ne bo le molelo thata, kgabo ya molelo ya bolaya banna bao ba ba tshotseng Shaterake, le Mešeke, le Abetenego. Banna ba bararo bao, Shaterake le Mešeke, le Abetenego, ba wela mo bokepisong jo bo molelo jo bo tukang ba bofilwe. Foo Nebukatenesare kgosi a gakgamadiwa, mme a nanoga ka potlako, a bua, a raya bagakolodi ba gagwe, a re: “A ga re a latlhela batho ba le bararo mo gare ga molelo, ba bofilwe?” Ba fetola kgosi, ba re: “Go ntse jalo, kgosi.” A fetola, a re: “Bonang, ke bona banna ba le bane ba ba sa bofiwang, ba tsamaya fela mo teng ga molelo, mme ga ba a utlwa botlhoko bope; ponalo ya wa bone e ntse jaaka ya mongwe morwa medimo.” Foo Nebukatenesare a atamela mojako wa bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang; a bua, a re: “Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, lona batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, tswang lo tle kwano.” Foo Shaterake, le Mešeke, le Abetenego ba tswa mo gare ga molelo. Dikgosana, le balaodisiwa, le balaodi, le bagakolodi ba kgosi, ka ba ne ba phuthegile, ba bona banna bao, go re, molelo o ne o se na thata epe mo mebeleng ya bone, le go re moriri wa ditlhogo tsa bone o ne o sa baboga, le go re, marukgwe a bone a ne a sa fetoga, le go re go ne go se na monkgo wa molelo mo go bone. Nebukatenesare a bua, a re: “A go bakweng Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, o o romileng moengele wa one, mme wa golola batlhanka ba one ba ba ikantseng mo go one, mme ba fetotse lefoko la kgosi, ba ineetse ka mebele ya bone gore ba se direle modimo ope, le fa e le go o obamela, fa e se Modimo o e leng wa bone fela. “Ke gone ke dira molao wa go re, ba sešaba sengwe le sengwe, le ba morafe monwe le mongwe, le ba puo nngwe le nngwe, ba ba ka buang sengwe se se sokameng ka ga Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, ba remaganngwe, le matlo a bone a dirwe dithotobolo, ka gonne ga go na modimo ope o sele o o nonofileng go golola ka fa mokgweng o o ntseng jaana.” Foo kgosi ya baya Shaterake, le Mešeke, le Abetenego kwa pele mo kgaolong ya Babilone.

Daniel 4:1-3

“Ke le kgosi Nebukatenesare, ke kwalela ditšhaba tsotlhe, le merafe yotlhe, le ba dipuo tsotlhe, ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe, ka re: A kagiso e lo totafalele. Go nkgatlhile go bolela ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo wa Mogodimodimo o di ntiretseng. “Ana ditshupo tsa one di dikgolo jang! Dikgakgamatso tsa one di bonatla jang! Bogosi jwa one ke bogosi jo bo sa khutleng, puso ya one e ya mo tshikatshikeng.

Daniel 5:5-6

Ya re ka lone lobaka loo fela ga tswa menwana ya seatla sa motho, mme ya kwala bolebana le setlhomo sa lobone mo bodilong jwa lomota lwa ntlo ya kgosi; mme kgosi ya bona ntlha ya seatla se se kwalang. Foo sefatlhogo sa kgosi sa khwata, megopolo ya yone ya e hudua; malokololo a dinoka tsa yone a repa, le mangole a yone a ntaana.

Daniel 6:16-24

Foo kgosi ya laola, mme ba lere Daniele, ba mo latlhela mo mongobong wa ditau. Mme kgosi ya bua le Daniele, ya re: “Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, o tlaa go golola.” Ga leriwa letlapa, la bewa mo molomong wa mongobo; mme kgosi ya le kanela ka sekanelo sa yone, le ka sekanelo sa bagolwane ba yone; gore go se ka ga fetolwa sepe ka ga Daniele. Foo kgosi ya ya kwa ntlong ya yone, ya lala e ithibile mo dijong; le gone ga se ka ga leriwa dilo tsa diletso fa pele ga yone, mme boroko jwa tloga mo go yone. Foo kgosi ya tsoga ka makuku, ya ya ka potlako kwa mongobong wa ditau. Ya re e atamela fa mongobong kwa go Daniele, ya bitsa ka lentswe la khutsafalo; kgosi ya bua, ya raya Daniele ya re: “Daniele we, motlhanka wa Modimo o o tshedileng, a Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, a o nonofile go go golola mo ditaung?” Foo Daniele a raya kgosi, a re: “Kgosi, tshela ka bosakhutleng. Modimo wa me o romile moengele wa one, mme o momisitse ditau melomo, ga di a ntshenya gope; gonne fa pele ga one ga fitlhelwa bosenangmolato mo go nna; le gone fa pele ga gago, kgosi, ga ke a senya sepe.” Foo kgosi ya itumela thata, mme ya laola gore ba ntshe Daniele mo mongobong. Mme Daniele a ntshiwa mo mongobong, mme ga se ka ga fitlhelwa tshenyego epe mo go ene, ka a ne a ikantse Modimo wa gagwe. Kgosi ya laola, mme ba lere banna bale ba ba beileng Daniele molato, ba ba latlhela mo mongobong wa ditau, bone le bana ba bone, le basadi ba bone; mme ditau tsa ba fenya, tsa ba robaka marapo, ba ise bo ba fitlhe kwa tlase ga mongobo.

Daniel 6:25-27

Foo kgosi Dario a kwalela ba ditšhaba tsotlhe, le ba merafe, le ba dipuo, ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe; a re: “A kagiso e lo totafalele. Ke dira taolo, gore mo pusong yotlhe ya bogosi jwa me batho ba rorome ba boife fa pele ga Modimo wa ga Daniele; gonne ke one Modimo o o tshedileng, o o tlhomameng ka bosakhutleng, le bogosi jwa one ke jo bo se ketlang bo senngwa, le puso ya one e tlaa nna fela le go ya kwa bokhutlong. O a golola, o falodise, o dire ditshupo le dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng; ke one o o golotseng Daniele mo thateng ya ditau.”

Joel 2:28-31

“Go tlaa dirala morago ga mo, go re ke thele mowa wa me mo bathong botlhe; bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tlaa perofesa, banna bagolo ba lona ba tlaa lora ditoro, makau a lona a tlaa bona diponatshegelo. Le mo batlhankeng le mo malateng ke tlaa thela mowa wa me mo metlheng eo. Ke tlaa bonatsa dikgakgamatso mo magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo, le dithogomosi tsa mosi. Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi le kgwedi madi, pele motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.

Matthew 4:23-24

Mme Jesu a tsamayatsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a ruta mo matlong a thuto a bone, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa malwetse mangwe le mangwe otlhe, le dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe mo bathong. Mme tumo ya gagwe ya utlwala mo lefatsheng lotlhe la Siria; mme ba isa kwa go ene botlhe ba ba bobolang, ba tshwerwe ke malwetse mangwe le mangwe, le ditlhokofatso, le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe, ba ba karalalang le ba ba teteselang; mme a ba fodisa.

Matthew 8:2-3

Mme bonang, ga tla molepero mo go ene, a mo obamela a re, “Morena, fa o rata, o na le thata ya go nntlafatsa.” Jesu a otlolola seatla sa gagwe, a mo ama a re: “Ke a rata, o ntlafale.” Mme bolepero jwa gagwe jwa akofa jwa ntlafala.

Matthew 8:14-15

E rile Jesu a sena go tsena mo ntlong ya ga Petere, a fitlhela mogwagadia Petere wa mosadi, a lwala botlhoko jwa letshoroma. Mme a mo ama seatla, mme letshoroma la mo tlogela; mme mosadi a tsoga a mo direla.

Matthew 8:16-17

E rile go le maitseboa ba lere kwa go ene batho ba le bantsi ba ba tsenyweng ke badimo; mme a kgoromeletsa mewa eo kwa ntle ka lefoko fela, a ba a fodisa botlhe ba ba lwalang; gore go dirafale sone se se kileng sa buiwa ke moperofeti Isaia a re: “Ene ka esi o itseetse diemera tsa rona, a rwala matlhoko a rona.”

Matthew 8:24-27

Ya re ka tshoganetso ga tsoga ledimo le legolo la phefo mo lewatleng, makhubu a ba a tla a thubegela mo godimo ga mokoro; mme ene a bo a robetse. Ba ya mo go ene ba mo tsosa ba re: “Boloka, Morena; re a nyelela.” Mme a ba raya a re: “Lo boifelang, ba tumelo e potlana ke lona?” Foo a tsoga a kgalemela diphefo le lewatle; mme ga nna tuulalo e kgolo. Mme banna bao ba gakgamala ba re: “Ana monna yo ke motho yo o ntseng jang, fa e bo ne ne diphefo le tsone di mo utlwa jaana le lewatle?”

Matthew 8:28-34

E rile a sena go fitlha kwa moseja mo lefatsheng la Bagatare, a rakana le batho ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba tswa mo diphupung, ba le bogale thata, mme ga bo go se na ope yo o ka fetang ka tsela eo. Mme ba ba goa ba re: “Re dirang ka wena, wena Morwa Modimo? A o tsile go re tlhokofatsa e ise e nne motlha?” Jaana fa kgakala nabo ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe se fula. Mewa e e maswe e mo rapela thata e re: “Fa o re kgoromeletsa ntle, re romele mo serapeng sa dikolobe.” Mme a e raya a re: “Yang,” mme ya tswa ya ya ya tsena mo dikolobeng; mme bonang, serapa sotlhe sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, sa swela mo metsing. Badisa ba tsone ba tshaba, ba ya ba tsena mo motseng, ba bolela gotlhe, le ka fa go dirafaletseng ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ka teng. Foo motse otlhe wa tswa wa ya go kgatlhantsha Jesu; mme ba re ba mmona, ba mo rapela thata gore a tsamaye a tswe mo melelwaneng ya bone.

Matthew 9:2-8

Foo ba lere mo go ene monna mongwe yo o lwalang bolwetse jwa teteselo, a tshotswe ka bolao. Jesu ka a bona tumelo ya bone, a raya yo o teteselang a re: “Ngwana, nametsega, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Mme bangwe ba bakwadi ba ithaya ba re: “Monna yo o a tlhapatsa.” Jesu ka a itse megopolo ya bone a re: “Lo gopolelang bosula mo dipelong tsa lona? Mo go ka nnang bofefo ke gofe, fa go ka twe: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe;’ le fa go ka twe: ‘Tsoga o tsamaye’? Mme gore lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe,” - foo a raya yo o teteselang a re: “Tsoga o tseye bolao jwa gago o ye kwa ntlong ya gago.” Mme a tsoga a ya kwa ntlong ya gagwe. E rile batho ba bantsintsi ba bona jalo, ba boifa, ba galaletsa Modimo o o neileng batho thata e e ntseng jalo.

Matthew 9:20-22

Mme bonang, mosadi mongwe yo o sa leng a tshologa madi ka dinyaga di le 12, a tla fa morago ga gagwe, a ama makantsa a seaparo sa gagwe; gonne a ithaya a re: “Fa nka ama fela seaparo sa gagwe, ke tlaa fola.” Mme Jesu a retologa a mmona a re: “Morwadiaka, nametsega, tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme mosadi o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.

Matthew 9:23-26

E rile Jesu a tsena mo ntlong ya molaodi, mme a bona ba ba letsang ditlhaka, le lekoko la batho le tsositse modumo, a ba raya a re: “Thibogang, gonne morweetsana ga a a swa, o robetse.” Ba mo tshega ka tshotlo. Ya re lekoko la batho le sena go ntshiwa, a tsena a tshwara morweetsana ka seatla; mme morweetsana a tsoga. Mme tumo ya gone mo ya tswa, ya utlwala mo lefatsheng leo lotlhe fela.

Matthew 9:27-31

E rile Jesu a feta a tswa foo, banna ba le babedi ba ba difofu ba mo sala morago, ba goa ba re: “Morwa Dafite, re utlwele botlhoko!” Ya re a sena go fitlha mo ntlong, difofu tsa tla kwa go ene; mme Jesu a di raya a re: “A lo a dumela fa ke nonofile go dira selo se?” Ba mo raya ba re: “Ee, Morena.” Foo a ama matlho a bone a re: “A go lo dirafalele ka fa tumelong ya lona.” Matlho a bone a buduloga. Mme Jesu a ba laya thata a re: “Lo bone, gore golo mo go se ka ga itsiwe ke ope.” Mme ba tswa, ba utlwatsa tumo ya gagwe mo lefatsheng leo lotlhe fela.

Matthew 9:32-33

E rile ba tswa, bonang, ga leriwe mo go ene monna mongwe wa semumu, a tsenywe ke mowa o o maswe. Ya re mowa o o maswe a sena go kgoromelediwa ntle, semumu sa bua; mme batho ba bantsintsi ba gakgamala ba re: “Ga go ise go ke go bonwe jalo gope mo go Baiseraele.”

Matthew 9:35

Mme Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.

Matthew 10:1

A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.

Matthew 10:8

Fodisang babobodi, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, kgoromeletsang mewa e e maswe ntle. Lo amogetse fela, nayang fela.

Matthew 11:5

Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, babosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, le bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo.

Matthew 12:10-13

Ga bo go le monna mongwe teng yo seatla sa gagwe se omeletseng. Ba mmotsa ba re: “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata?” Mme ya bo e le gore ba tle ba mo neye molato. A ba raya a re: “E ka nna motho ofe mo go lona, yo e ka reng a na le nku e le nngwe fela, mme fa yone e wetse mo mokoleng ka letsatsi la Sabata, yo o sa ka keng a e tshwara a e ntsha? Ke gone motho o tlhwatlhwa kgolo jang go gaisa nku! Ke gone go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata.” Foo a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” A se otlolola; sa fola sentle sa ba sa nna jaaka se sengwe.

Matthew 12:15

Jesu, ya re ka a lemoga, a tswa ka go ngongwaela; mme batho ba le bantsi ba mo sala morago; a ba fodisa botlhe fela.

Matthew 12:22-23

Foo ga leriwe kwa go ene mongwe yo o tsenyweng ke mowa o o maswe, a le sefofu, a bile a le semumu; mme a mo fodisa, monna wa semumu a ba a tla a bua, a ba a bona. Mme batho ba ba matshutitshuti ba gakgamala botlhe ba re: “Yo, a ke ene morwa Dafite?”

Matthew 12:28

E ka re fa e le gore ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Mowa wa Modimo, e tlaa bo jalo bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona.

Matthew 13:58

Mme a se ka a dira ditiro di le dintsi tsa nonofo teng, ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone.

Matthew 14:14

A tswa, a bona bontsintsi jo bogolo jwa batho mme a ba tlhomogela pelo, a fodisa balwetse ba bone.

Matthew 14:15-21

Ya re go nna maitseboa barutwa ba gagwe ba tla mo go ene ba re: “Golo fa ke naga fela, le lobaka lo setse lo fetile; phatlalatsa batho, gore ba ye mo metsaneng go ithekela dijo.” Jesu a ba raya a re: “Ga ba na go tsamaya; ba feng ba je.” Ba mo raya ba re: “Fano ga re na sepe fa e se dinkgwe di le tlhano, le ditlhapi di le pedi fela.” A re: “Di lereng kwano go nna.” Mme a laola ba ba matshutitshuti go nna mo bojannyeng, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong, a di segofatsa, a di ngathoganya, mme dinkgwe a di neela barutwa, barutwa ba di abela batho. Mme ba ja botlhe ba kgora; mme ba sela dikabetla tse di setseng, ya nna diroto tse di tletseng di le 12. Ba ba jeleng e ka ne e le banna ba le 5 000, go sa balwe basadi le banyana.

Matthew 14:25-27

Ya re bosigo, ka lobaka lwa tebelo ya bone, a ya kwa go bone a tsamaya ka dinao mo godimo ga lewatle. Barutwa ba re ba mmona a tsamaya ka dinao mo godimo ga lewatle, ba fuduega ba re: “Ke sedimo;” mme ba goisiwa ke poifo. Mme Jesu a akofa a bua nabo a re: “Nametsegang; ke nna; se boifeng.”

Matthew 14:28-33

Petere a mo fetola a re: “Morena, fa e le wena, nthaya, o re ke ye koo go wena mo godimo ga metsi.” Mme a re: “Ntlo.” Petere a fologa mo mokorong, a tsamaya mo godimo ga metsi, a re o ya kwa go Jesu. Mme ya re a utlwa phefo e le thata, a boifa; mme ya re a simolola go nwela a goa a re: “Morena, mpoloka.” Ka bofefo Jesu a otlolola letsogo, a mo tshwara, a mo raya a re: “Ao! Wena yo o tumelo e e potlana, o ne o belaelelang?” Ya re ba sena go pagama mo mokorong phefo ya kokobela. Mme ba ba mo mokorong ba mo obamela ba re: “Ammaaruri o Morena Modimo.”

Matthew 14:35-36

Ya re batho ba felo foo ba mo lemoga, ba roma mo tikologong yotlhe ya lefatshe leo, ba tlisa kwa go ene botlhe ba ba lwalang. Ba mo rapela, gore a mme ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme ba ba mo amileng ba fodisiwa botlhe fela.

Matthew 15:22-28

Mme bonang, mosadi wa Mokanana a tswa melelwaneng eo, a goa a re: “Nkutlwela botlhoko, Morena, Morwa Dafite; morwadiake o tshwenngwa thata ke mowa o o maswe.” Mme a se ka a mo fetola ka lefoko lepe. Barutwa ba gagwe ba tla ba mo rapela ba re: “Mo reye a tsamaye, gonne o re tlhaeletsa kwa morago.” Mme a ba fetola a re: “Ga ke a rongwa fa e se kwa dinkung tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele.” Mosadi a tla a mo obamela a re: “Morena, a ko o nthuse.” Mme a mo fetola a re: “Ga go a tshwanela fa go ka tsewa dijo tsa bana, tsa latlhelwa dintša.” Mme a re: “Ee, Morena; gonne le e leng dintša di tle di je matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa beng ba tsone.” Foo Jesu a mo fetola a re: “Ija, mosadi! Tumelo ya gago e kgolo, a go go dirafalele ka fa o ratang ka teng.” Morwadie o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.

Matthew 15:30-31

Ga tla kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsang, le difofu, le dimumu, le digole le ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa. Bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa gakgamala, ka ba bona dimumu di bua, digole di itekanetse, batlhotsi ba tsamaya, le difofu di bona; mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.

Matthew 15:32-38

Jesu a ipiletsa barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho ba bantsi ba pelo, ka jaana ba setse ba tlhotse le nna malatsi a le mararo, mme ba se na se ba se jang; ga ke rate go ba phatlalatsa ka tlala, e se re gongwe ba dimelela mo tseleng.” Barutwa ba mo raya ba re: “Fano mo nageng fela re tlaa bo re bonye kae dinkgwe tse di lekanyeng go kgorisa bontsi jo bo kanakana?” Jesu a ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re di supa le ditlhapi di se kae. Mme a laola gore batho ba dule fa fatshe; mme a tsaya dinkgwe tse supa, le ditlhapi, a leboga, a di ngathoganya, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho. Ba a ja botlhe fela, ba kgora; ba ba ba sela dikabetla tse di setseng, ya nna diroto di supa di tletse. Ba ba jeleng e ne e le banna ba ba dikete tse nne, go sa balwe basadi le banyana.

Matthew 17:2

Mme a ya a fetoga ponalo fa pele ga bone; sefatlhogo sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.

Matthew 17:14-18

E rile ba sena go fitlha kwa bontsing jwa batho, ga tla monna mongwe kwa go ene, a mo khubamela a re: “Morena, utlwela morwaake botlhoko; gonne o tle a nne a karalale, mme o utlwa botlhoko thata; gonne o tle a wele mo molelong le mo metsing gantsi. Ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa.” Jesu a ba fetola a re: “Losika lo lo sa dumeleng, lo lo kgopo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae? Mo lereng kwano go nna.” Mme Jesu a kgalemela mowa o o maswe, mme wa tswa mo go ene; mosimane o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.

Matthew 17:19-20

Foo barutwa ba tla mo go Jesu kwa thoko ba re: “E ne e le ka go reng fa rona re sa nonofa go o kgoromeletsa ntle?” Mme a ba raya a re: “E ne e le ka ntlha ya bobotlana jwa tumelo ya lona; gonne ammaaruri ke a lo raya: Fa lo na le tumelo e e kanang ka tlhaka ya peo ya mosetara, lo ka raya thaba e lwa re: ‘Tloga fa, o hudugele fale;’ mme e tlaa huduga; mme ga go ketla go nna le sepe se se tlaa lo retelelang.(

Matthew 17:27

Le fa go ntse jalo, a re se ba kgopise; ya lewatleng, o konopele kobe, o tseye tlhapi e e tlhatlogang pele; mme o tlaa re o sena go e atlhamolosa molomo, o tlaa fitlhela ledi la bošeleng ba ba bošeleng ba ba 8; tsaya lone leo, o le ba neye, e le la me nao.”

Matthew 18:18-20

“Ammaaruri ke a lo raya: Le fa e ka ne e le dilo dife tse lo di bofang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofilwe kwa legodimong; le gone le fa e ka ne e le dilo dife tse lo tlaa di bofololang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofolotswe kwa legodimong. Gape, ke a lo raya: E tlaa re fa ba le babedi ba lona ba dumalanye mo lefatsheng ka ga sengwe fela se ba tlaa se lopang, ba tlaa se direlwa ke Rre yo o kwa legodimong. Gonne kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegileng gone, ka leina la me, foo nna ke gone mo gare ga bone.”

Matthew 19:26

Mme Jesu a ba leba, a ba raya a re: “Mo bathong golo mo, go retetse; mme mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”

Matthew 20:30-34

Mme banna ba le babedi ba ba foufetseng ba bo ba dutse fa tseleng, mme ba re ba utlwa fa Jesu a feta, mme ba goa ba re: “Morena Morwa Dafite, re utlwele botlhoko!” Mme batho ba bantsi ba ba kgalemela, ba re ba didimale; mme ba goa bogolo ba re: “Re utlwele botlhoko, Morwa Dafite!” Mme Jesu a ema, a ba bitsa a re: “Lo rata ka lo direla eng?” Ba mo raya ba re: “Morena, ra re: ‘A matlho a rona a foufololwe.’ ” Mme Jesu, ka a tlhomoga pelo, a ama matlho a bone, mme ba akofa ba bona, mme ba mo sala morago.

Matthew 21:14

Difofu le ba ba tlhotsang ba tla kwa go ene mo tempeleng; mme a ba fodisa.

Matthew 21:19-22

Mme ya re a bona setlhare sa mofeige se le fa tseleng se le sosi, a ya kwa go sone, mme a se ka a fitlhela sepe mo go sone, fa e se matlhare fela; mme a se raya a re: “A go se tlhole go bonwa loungo mo go wena, go tloga fano go ya bosakhutleng.” Ka bonako fela setlhare sa mofeige sa omelelela ruri. Ya re barutwa ba bona, ba gakgamala ba re: “Kana setlhare sa mofeige se omeleletse ruri ka bonako jang?” Mme Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri ke a lo raya: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo tlaa dira, e seng mo go diretsweng setlhare se sa mofeige go le gosi, mme le fa lo ka raya thaba e, lwa re: ‘Manologa, o thabuegele mo lewatleng!’ Go tlaa dirala. Le gone dilo tsotlhe tse lo di lopang mo thapelong, ka go dumela, lo tlaa di amogela.”

Matthew 28:2

Mme bonang, ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; gonne moengele wa Morena a fologa kwa legodimong, a tla a pitikololela lentswe kwa thoko, mme a dula mo go lone.

Matthew 28:6-7

Ga a yo fa; gonne o tsogile, fela jaaka a ne a bua. Tlang lo bone felo fa Morena o ne a letse teng. Mme lo itlhaganele, lo ye go raya barutwa ba gagwe lo re: ‘O tsogile mo baswing; mme bonang, o lo etelela pele kwa Galilea; lo tlaa mmona teng;’ lo bo lo bone, ke lo boleletse.”

Matthew 28:18

Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.

Mark 1:23-28

Mme ga tshoganwa ka go bile go le monna mongwe mo ntlong ya bone ya thuto, a na le mowa o o maswe; mme a goa, a re: “Re dirang ka wena, wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene, o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, mme o tswe mo go ene!” Mowa o o maswe wa tswa mo go ene o mo fafamosa, o goa ka lentswe le legolo. Ba gakgamala botlhe, ba ba ba tla ba botsanya ba re: “Ana selo se ke eng? A thuto e ntšha! O laola ka thata le e leng mewa e e maswe, mme e mo utlwe.” Mme tumedi ya gagwe ya akofa ya ya le lefatshe lotlhe la Galilea le mo tikologong ya lone.

Mark 1:29-31

E rile fela ba sena go tswa mo ntlong ya thuto, ba ya go tsena mo ntlong ya ga Simone le Anterea, ba na le Jakobe le Johane. Jaana mogwagadia Simone, wa mosadi, a bo a bobola botlhoko jwa letshoroma; mme ba akofa ba mo mmolelela. Mme a tla a mo tshwara ka seatla, a mo kakatlolola; mme letshoroma la mo tlogela, mme mosadi a ba direla.

Mark 1:32-34

E rile go le maitseboa letsatsi le kotlomela, ba lere kwa go ene botlhe ba ba bobolang, le ba ba tsenyweng ke mewa e e bosula. Motse otlhe wa bo o phuthegile o kokoanye fa mojakong. Mme a fodisa batho ba le bantsi ba ba lwalang malwetse a le mantsi, a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula e le mentsi; mme a se ka a leseletsa mewa e e bosula go bua, ka gobo e ne e mo itse.

Mark 1:39

Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a tsena mo matlong a bone a thuto, a rera, a kgoromeletsa mewa e e bosula ntle.

Mark 1:40-45

Ga tla molepero kwa go ene, a mo khubamela; a mo raya a re: “Fa o rata o na le thata ya go mphepafatsa.” Ya re ka a tlhomoga pelo, a otlolola letsogo, a mo ama, a mo raya a re: “Ke a rata, phepafadiwa.” Mme lepero la mo tlogela ka bofefo, a ba a phepafala. A mo laya thata, a akofa a mo tsamaisa, a mo raya a re: “Bona, o se ka wa bolelela ope sepe, mme o tsamaye fela, o ye go itshupetsa moperesiti, o isetse go phepafadiwa ga gago tshupelo ka dilo tse Moše o di laotseng go nna tshupo mo go bone.” Mme ene a tswa, a simolola go kakanya thata, le go utlwatsa tiro e mo ntlheng tsotlhe, Jesu a ba a tla a retelelwa ke go tsena mo motseng ka go bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a kwa bojosing; ba mo tshologela ba tswa ntlheng tsotlhe fela.

Mark 2:3-12

Bangwe ba tla ba lere mo go ene monna yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a rwelwe ke batho ba le bane. E rile ka ba retelelwa ke go mo atamela ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba tlhomesolola ntlo bolebana nae; ya re ba sena go phunya, ba folosa yo o bobolang bolwetse jwa teteselo ka bolao jo o letseng mo go jone. Mme Jesu ka a bona tumelo ya bone, a raya yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a re: “Morwaaka, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Mme ga bo go dutse bangwe ba bakwadi teng, ba akanya mo pelong tsa bone ba re: “Monna yo o buelang jaana? O a tlhapatsa. E mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo?” Ya re fela ka bonako, ka Jesu a lemoga mo moweng wa gagwe fa ba akanya jalo mo teng ga bone, a ba raya a re: “Ana lo akanyeletsang dilo tse mo dipelong tsa lona? Mo go ka nnang bofefo ke gofe, a e ka nna go raya motho yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe;’ kgotsa go re: ‘Tsoga, o tseye bolao jwa gago, o tsamaye’? Mme gore lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe,” a raya yo o bobolang bolwetse jwa teteselo, a re: “Ke a go raya, Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago.” Mme a tsoga, a tsaya bolao jwa gagwe fela ka bonako, a tswa fa pele ga bone botlhe; ba ba ba gakgamala botlhe, ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re ke re bone mo go ntseng jaana gope.”

Mark 3:1-5

Motlha mongwe a ba a tsena gape mo ntlong ya thuto; mme ga bo go le monna mongwe gone yo o seatla se omeletseng. Mme ba mo lepa gore a o tlaa mo fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba tle ba mo neye molato. Mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Ema fa gare fa.” A ba raya a re: “A go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo, kgotsa go bolaya?” Mme ba didimala fela. Ya re a sena go ba kobakoba ka bogale, ka a tlhokofadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone, a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” Mme a se otlolola; mme seatla sa gagwe sa fola.

Mark 3:10-12

O ne a fodisitse batho ba le bantsi; ga ba ga tla ga re botlhe ba ba nang le dipetso ba mo kgotlhaganyetsa, gore ba mo ame. Le mewa e e maswe e ne e tle e re e mmona, e wele fa pele ga gagwe, e goe e re: “O Morwa Modimo.” Mme a e laya thata a re, e se ka ya mo utlwatsa.

Mark 3:14-15

A tlhaola ba le 12 gore ba nne nae, gore a tle a ba rome ba ye go rera Mafoko a a Molemo, le gore ba nne le thata ya go kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Mme ke ba:

Mark 4:37-41

Mme ga tsoga matsubutsubu a matona a phefo, mme makhubu a metsi a tlolela mo mokorong; mokoro wa ba wa rata go tlala. Mme ene a bo a le kwa moseong ga mokoro, a robetse mo mosamong; mme ba mo tsosa, ba mo raya ba re: “Moruti, a ga o re sepe fa re nyelela?” Mme a tsoga, a kgalemela phefo, a raya lewatle a re: “Kgaotsa, o sisibale!” Mme phefo ya khutla, ga ba ga nna tuulalo e kgolo. Mme a ba raya a re: “Ana lo boifelang? A ga lo ise lo nne le tumelo?” Mme ba boifa thatathata ba re: “Ana motho yo e a bo e le mang, fa e bo ne ne phefo e mo utlwa le lewatle jaana?”

Mark 5:2-17

Ya re a sena go tswa mo mokorong, a akofa a kgatlhana le monna mongwe yo o nang le mowa o o maswe, a tswa mo diphupung; yo boago jwa gagwe bo leng mo diphupung; mme ga bo go se ope yo o ka tlholang a mo golega, nnyaa, le fa e le ka ketane; gonne o ne a kile a golegwa gantsi ka mefiri le diketane, mme diketane a di komaganye, le mefiri a e thubaganye. Go ne go se ope yo o nonofileng go mo kgwabofatsa. Ka gale le gale, bosigo le motshegare, a le mo diphupung le mo dithabeng, a bo a ntse a goa, a itshegaka ka maje. Mme ya re a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a ya a mo obamela. A goa ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.” Ka gobo o ne a o reile a re: “Tswa mo monneng yo, mowa o o maswe ke wena!” Mme a mmotsa a re: “Leina la gago ga twe o mang?” A fetola a re: “Leina la me ke Mophato, gonne re bantsi.” Mme a mo rapela thata gore a se ka a e leleka mo lefatsheng leo. Jaana ka fa mofapheng wa thaba ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe, di fula. Mme ya mo rapela ya re: “Mma re ye mo dikolobeng gore re tsene mo go tsone.” Mme a e leseletsa. Mewa e e maswe ya tswa, ya tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, e ka ne e le di le 2 000; mme tsa betwa ke lewatle. Ba ba di disitseng ba tshaba, ba ya ba bolela mo motseng, le mo lefatsheng. Batho ba ya go bona gore se se diretseng ke eng? Mme ba tla mo go Jesu, ba fitlhela ene yo o neng a tsenywe ke mewa e e maswe a bile a dutse a apere, a ikutlwa sentle, e bong ene yo o neng a na le mophato; mme ba boifa. Ba ba bonyeng ka matlho ba ba kakanyetsa ka fa go dirafaletseng ene yo o ne a tsenywe ke mewa e e maswe ka teng, le ka ga dikolobe. Ba simolola go mo rapela gore a tswe mo lefatsheng la bone.

Mark 5:25-34

Mme mosadi yo o sa leng a lwala ka go tshologa madi ka dinyaga di le 12, mme a bogile dilo di le dintsi ka dingaka di le dintsi, a bile a fedisitse dilo tsotlhe tsa gagwe, mme a sa bone thusego epe, bogolo bolwetse bo golela pele fela, ya re ka a utlwa ka ga Jesu, a tla a tsena mo bontsing fa morago, a ama seaparo sa gagwe, gonne o ne a re: “Fa nka ama le fa e ka bo e le diaparo tsa gagwe fela, ke tlaa fola.” Mme ka bonako go elela ga madi mo go ene ga khutla; a ikutlwa mo mmeleng wa gagwe fa a fodisitswe mo petsong ya gagwe. Ka bonako, ka Jesu a itemoga fa thata e dule mo go ene, a retologa mo kgotlhaganyong a re: “Yo o amileng diaparo tsa me e mang?” Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O a bona fa bontsi bo go kgotlhaganyeditse, mme wa re o amilwe e mang?” Mme a ba kobakoba go bona ene yo o dirileng selo se. Mme mosadi ka a ikitse se se dirilweng mo go ene, a boifa a roroma, a tla a wela fa pele ga gagwe, a mmolelela boammaaruri jotlhe fela. Mme a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fole mo petsong ya gago.”

Mark 5:35-42

Ya re a sa ntse a bua, bangwe ba tla, ba tswa kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto, ba re: “Morwadio o sule, ana o sa ntse o lapisetsang moruti?” Mme Jesu, a tlhokomologa lefoko le le buiweng, a raya molaodi wa ntlo ya thuto a re: “O se ka wa boifa, dumela fela.” Mme a se ka a leseletsa ope go ya nae, fa e se Petere, le Jakobe le Johane monnawe Jakobe. Ba fitlha kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto; mme a fitlhela go le khuduego, batho ba le bantsi ba lela, ba kurueletsa godimo. Ya re a sena go tsena a ba raya a re: “Lo direlang khuduego jaana, lo lela? Ngwana ga a a swa, o robetse.” Mme ba mo tshega ka tshotlo. Ene ya re a sena go ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rrangwana le mmaagwe, le bone ba o nang nabo, a tsena kwa ngwana o leng teng. A tshwara ngwana ka seatla, a mo raya a re: “Talitha kumi,” ke go re fa go phuthololwa: “Morweetsana ke a go raya, tsoga.” Ka bonako morweetsana a tsoga, a tsamaya ka dinao, gonne o ne a le dinyaga di le some le bobedi. Ba gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.

Mark 6:2

E rile go tla Sabata, a simolola go ruta mo ntlong ya thuto. Mme batho ba le bantsi ba re ba mo utlwa ba gakgamala ba re: “Monna yo, o tshotse kae dilo tse? Gape, botlhale jo bo neilweng monna yo, ke jo bo ntseng jang? Le ditiro tsa nonofo tse di ntseng jaana, tse di dirwang ka diatla tsa gagwe di kaya eng?

Mark 6:5

O ne a sa ka ke a dira tiro epe ya nonofo teng, fa e se gore o ne a baya diatla tsa gagwe mo balwetsing ba se kae, mme a ba fodisa.

Mark 6:7

A ipiletsa ba ba 12, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi; a ba naya thata ya go laola mewa e e maswe;

Mark 6:13

Ba kgoromeletsa mewa e e maswe le e mentsi ntle, le batho ba le bantsi ba ba lwalang, ba ba tlotsa lookwane, ba ba fodisa.

Mark 6:35-44

Ya re letsatsi le setse le fetile, barutwa ba gagwe ba ya mo go ene, ba re: “Felo fano ke gare ga naga fela, le letsatsi le setse le fetile; ba phatlalatse gore ba ye kwa go nang le batho, le mo metsaneng mo tikologong, ba ithekele dijonyana.” A ba fetola a re: “Lona ba neyeng go ja.” Ba mo raya ba re: “A ke re ye go reka dinkgwe ka diponto di le 20, re ba neye ba je?” A ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae? Yang go bona.” Mme ya re ba sena go itse, ba re: “Di tlhano le ditlhapi di le pedi.” Mme a ba laola gore batho botlhe ba dule mo bojannyeng jo botala, ka masomo. Ba dula ba rulaganye ka makgolo, le ka bomasome a le matlhano. Mme a tsaya dinkgwe tse tlhano, le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong, a leboga, mme a ngathoganya dinkgwe; jaana a di neela barutwa go di baya fa pele ga batho; le tsone ditlhapi tse pedi a di ba abela botlhe. Ba ja botlhe, ba kgora. Mme ba sela dikabetla, tsa tlatsa diroto di le 12, le ga tsone ditlhapi. Mme ba ba jeleng dinkgwe e ne e ka ne e le banna ba le 5 000.

Mark 6:48-51

Mme ka a ba bona ba sugegile ka go fudua mokoro ka bothata, ka gobo ba tlhabaganye le phefo, a ya kwa go bone ka lobaka e ka ne e le lwa tebelo ya bone ya bosigo, a tsamaya mo godimo ga lewatle; mme ya ne e kete o a ba feta. Mme bone ya re ba mmona a tsamaya mo godimo ga lewatle, ba gopola gore ke sedimo, mme ba goa; ka ba ne ba mmona botlhe, mme ba fuduega. Mme a akofa a bua nabo a re: “Nametsegang; ke nna, se boifeng.” A palamela kwa go bone mo mokorong; mme phefo ya khutla; mme ba gakgamala, ba ja kgakge fela.

Mark 6:54-56

Ya re ba sena go tswa mo mokorong, batho ba akofa ba mo lemoga. Mme ba taboga le lefatshe leo jotlhe mo tikologong, ba simolola go rwala balwetsi ka malao, ba ba mo latisa kwa ba mo utlwalelang teng. Gongwe le gongwe kwa o tsenang teng, mo metsaneng, kgotsa mo metseng, kgotsa mo nageng fela, ba baya balwetsi mo dipatlelong tsa borekelo, ba mo rapela gore ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fola.

Mark 7:24-30

Mme a tswa teng, a tsamaya a ya mo melelwaneng ya Ture le Sitone. Mme a tsena mo ntlong nngwe, mme a bo a sa rate ga itse ope; mme ga retela fa a ka lojwa. Ka bonako mosadi mongwe yo ngwana wa gagwe wa mosetsanyana o nang le mowa o o maswe, ya re a mo utlwela, a tla a wela fa dinaong tsa gagwe. Jaana mosadi yo ya bo e le Mogerika, wa tšhaba ya Serofonike. Mme a mo rapela thata gore a kgoromeletse ntle mowa o o maswe mo go morwadie. Mme a mo raya a re: “A bana ba kgore pele; gonne, ga go a tshwanela go tsaya dijo tsa bana, le go di latlhela dintša.” Mosadi a mo fetola a re: “Ee, Morena, le e leng tsone dintša, di le ka fa tlase ga lomati lwa bojelo, di ja matlhotlhora a bana.” Mme ene a mo raya a re: “Ka lefoko leo tsamaya fela; mowa o o maswe o dule mo go morwadio.” Mme a tsamaya a ya ga gagwe, mme a fitlhela ngwana a beilwe mo bolaong, mme mowa o o maswe o dule mo go ene.

Mark 7:32-37

Ba lere kwa go ene monna mongwe yo o bosusu, yo o kwakwaetsang; mme ba mo rapela thata gore a mmeye seatla. Mme a mo ntsha mo bontsing a mo isa fa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe, a ba a ama loleme lwa gagwe; a lelalela legodimong, a fegelwa, a mo raya a re: “Efatha,” ke go re: “Kabologa.” Ditsebe tsa gagwe tsa kabologa, le thapo ya loleme lwa gagwe ya hunologa, a itse go bua sentle. A ba laya gore ba se ka ba bolelela ope; mme fela jaaka a ba laile thata, bone ba ya ba bolela bogolo thata. Ba gakgamala mo go feteletseng ba re: “O dirile dilo tsotlhe sentle; o dira gore ba ba bosusu ba utlwe, le ba ba dimumu ba bue.”

Mark 8:1-9

E ne ya re mo metlheng eo, go bile go le bontsi jo bogolo jwa batho, mme ba se na se ba se jang, a ipiletsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Ke tlhomogela batho ba bantsi ba pelo, gonne go fetile malatsi a le mararo ba ntse ba tlhotse le nna, mme ba se na se ba se jang? E tlaa re fa ke ba tsamaisetsa kwa magaeng a bone ka tlala, ba tlaa dimelela mo tseleng, ka ba bangwe ba bile ba tswa kgakala.” Barutwa ba gagwe ba mo fetola ba re: “Ana dinkgwe tse di ka lekanang go kgorisa batho ba di tlaa bo di tswa kae fano, mo gare ga naga fela?” A ba botsa a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di supa.” A laola batho ba bantsi go dula fa fatshe, mme a tsaya dinkgwe tse supa, mme ya re a sena go leboga a di ngathoganya, a di neela barutwa gore ba di beye fa pele ga batho; mme ba di baya fa pele ga batho ba bantsi. Ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, ya re a sena go di segofatsa, a laola gore le tsone di bewe fa pele ga bone. Ba ja, ba kgora; mme ba sela dikabetla tse di setseng, ba tlatsa diroto di supa. Ba bo ba ka ne ba le 4 000; mme a ba tsamaisa.

Mark 8:22-25

Ba tla ba fitlha mo Bethesaita. Mme ba tlisa kwa go ene monna wa sefofu, ba mo rapela thata gore a mo ame. Mme a tshwara monna wa sefofu ka seatla, a mo gogela kwa ntle ga motsana; ya re a sena go mo kgwela mathe mo matlhong le go mmaya diatla, a mmotsa a re: “A o bona sengwe?” A lelala a re: “Ke bona batho; ke ba bona e kete ditlhare, ba a tsamaya.” Foo a mmaya diatla gape mo matlhong, mme a leba ka tlhomamo, a fodisiwa, a bona dilo tsotlhe sentle fela.

Mark 9:2-3

Ya re malatsi a le marataro a sena go feta, Jesu a tsaya Petere, le Jakobe, le Johane, a tlhatlogela nabo mo thabeng e e godileng, kwa thoko ba le bosi; mme a ya a fetoga ponalo fa pele ga bone; diaparo tsa gagwe tsa tsabakela, tsa nna bosweu thata; mo go se nang mosweufatsi ope mo lefatsheng yo o ka di sweufatsang jalo.

Mark 9:17-27

Mongwe wa bontsi a mo fetola a re: “Moruti, ke lerile morwaake kwa go wena; o na le mowa wa semumu. Gongwe le gongwe kwa o mo tshwarang teng, o mo piriganyetsa fa fatshe; mme a phoke mafulo, a phuranye meno, a kwatlalale. Mme ke buile le barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle, mme ba palelwa.” A bua nabo a re: “Ao! a losika lo lo se nang tumelo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae? Mo lereng kwano go nna.” Ba mo isa kwa go ene; mme ya re a mmona ka bonako mowa wa mo tsibiketsa mo go botlhoko; mme a wela fa fatshe a bidikama, a phoka mafulo. Mme a botsa rraagwe a re: “Go fetile lobaka lo lokae, golo mo go sena go tlaa mo go ene?” Mme a re: “E sa le ka bonyana jwa gagwe. Gantsintsi o mo digetse mo molelong le mo metsing go mo senya; mme fa o nonofile go dira sengwe, o re tlhomogele pelo, o re thuse.” Jesu a mo raya a re: “Wa re: ‘Fa o nonofile!’ Aitse dilo tsotlhe di ka diralela yo o dumelang.” Foo rra ngwana a goa a re: “Ke a dumela; thusa go tlhoka go dumela ga me.” Ya re Jesu a bona fa bontsi jwa batho bo tabogela mmogo teng, a kgalemela mowa o o maswe a re: “Wena mowa wa semumu, o o bosusu, ke a go laola, tswa mo go ene, mme o se ka wa tlhola o tsena mo go ene.” Ya re o sena go goa, le go mo tsibiketsa thata, wa tswa, mme ngwana a nna jaaka moswi fela; bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa re: “O sule.” Mme Jesu a mo tshwara ka seatla, a mo kakatlolola, mme a ema.

Mark 10:27

Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go retetse, mme e seng mo Modimong, gonne mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”

Mark 10:46-52

Ba fitlha kwa Jeriko; mme ya re a tswa mo Jeriko, a na le barutwa ba gagwe, le bontsi jo bogolo jwa batho, Baretimaeo morwa Timaeo, mokopi wa sefofu, a bo a dutse fa thoko ga tsela. Ya re a utlwa fa e le Jesu wa Nasaretha, a simolola go goa a re: “Jesu morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!” Mme batho ba le bantsi ba mo kgalemela, ba re a didimale, mme a goa bogolo bogolo a re: “Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko.” Mme Jesu a ema a re: “Mmitseng,” mme ba bitsa monna wa sefofu, ba mo raya ba re: “Nametsega tlhe, nanoga o a go bitsa.” Ene a latlha seaparo sa gagwe, a tlola, a tla kwa go Jesu. Jesu a mo fetola a re: “O rata ka go direlang?” Monna wa sefofu a mo raya a re: “Moruti, a nke ke amogele pono ya me.” Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme a akofa a amogela pono ya gagwe, a ba a mo sala morago mo tseleng.

Mark 11:22-24

Mme Jesu a ba raya a re: “Nnang le tumelo mo Modimong. Ammaaruri ke a lo raya, le yo o tlaa rayang thaba e, a re: ‘Manologa o thabuegele mo lewatleng;’ fa a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela fa se o se buang se tlaa dirala; o tlaa se bona. Ke gone ke lo rayang ke re, dilo tsotlhe tse lo di rapelelang lo di lopa, lo dumela fa lo di amogetse, mme lo tlaa di bona.

Mark 16:6

A ba raya a re: “Se tseaneng; lo batla Jesu wa Monasaretha yo o neng a bapotswe, o tsogile, ga a yo fa, bonang felo fa ba ne ba mmeile teng!

Mark 16:17-18

Ditshupo tse, di tlaa dirana le ba ba dumelang: ba tlaa kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la me; ba tlaa bua dipuo tse dintšha; ba tlaa tsholetsa dinoga, mme fa ba ka nwa se se bolayang, ga se ketla se ba utlwisa botlhoko gope; ba tlaa baya diatla mo balwetseng, mme ba tlaa fola.”

Mark 16:19

Jalo, e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, mme a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo.

Mark 16:20

Mme bone ba tswa, ba rera Mafoko a a Molemo mo ntlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa lefoko ka ditshupo tse di diranang najo. Amen.

Luke 1:37

Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.”

Luke 4:33-37

Mo ntlong ya thuto ga bo go le motho yo o nang le mowa o o maswe, mme a goa ka lentswe le legolo. A re: “Hee! Re go dirang wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene; o Moitshepi wa Modimo.” Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, o tswe mo go ene,” ya re mowa o o maswe o sena go mo piriganya fa gare ga bone, wa tswa mo go ene, mme wa se ka wa mo utlwisa botlhoko. Botlhe ba welwa ke kgakgamalo, ba raana ba re: “Ana lefoko le ke la eng? Gonne o laola mewa e e maswe ka thata le ka nonofo, mme e tswe.” Tumedi ka ga gagwe ya tswela kwa mafelong otlhe mo tikologong ya lefatshe.

Luke 4:38-39

Mme a ema a tswa mo ntlong ya thuto, a ba a tsena mo ntlong ya ga Simone. Mme mogwagadia Simone wa mosadi a bo a tshwerwe ke bolwetse jo bogolo jwa letshoroma; mme ba mo mo rapelela. Mme a ya a mo okama, a kgalemela bolwetse jwa letshoroma; mme jwa mo tlogela; mme a akofa a ema, a ba direla.

Luke 4:40-41

Jaana e rile letsatsi le kotlomela, botlhe ba ba nang le ba ba bobolang malwetse mangwe le mangwe, ba ba isa kwa go ene; mme a baya diatla mo go mongwe le mongwe wa bone, a ba fodisa. Le mewa e e maswe le yone ya tswa mo bathong ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e leseletsa go bua; ka e mo itse fa e le ene Keresete.

Luke 5:4-9

Jaana e rile a sena go khutla go bua, a raya Simone a re: “Sutelang kwa go boteng, mme lo digele ditloa tsa lona go tshwara.” Simone a mo fetola a re: “Morena, re letse re leka bosigo jotlhe, ra se ka ra tshwara sepe, le fa go ntse jalo ke tlaa digela ditloa ka lefoko la gago.” Ya re ba sena go dira jalo ba sobokanya bontsi jo bogolo jwa ditlhapi, ditloa tsa bone tsa ba tsa kgaoga. Mme ba gwetlha balekane ba bone ba ba mo mokorong o mongwe, gore ba tle go ba thusa. Ba tla; mme ba tlatsa mekoro yoo mebedi ya ba ya tla ya simolola go nwela. Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.” Gonne go le ene, le botlhe ba o nang nabo, ba bo ba gakgamaletse tshwaro ya ditlhapi tse ba di tshwereng;

Luke 5:12-15

Ga dirala e rile le mo motseng mongwe, bonang, monna yo o tletseng lepero; yo e rileng a bona Jesu a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a mo rapela, a re: “Morena, fa o rata, o na le thata go nntlafatsa.” Mme a otlolola seatla, a mo ama a re: “Ke a rata, o ntlafale.” Mme fela ka bonako lepero la mo tlogela. Mme a mo laya gore a se ka a bolelela ope; mme a re: “Tsamaya o itshupetse moperesiti, o ntshetse bontlafatso jwa gago ka fa Moše o laotseng ka teng, gore e nne tshupo mo go bone.” Tumedi ka ga gagwe ya tota bogolo bogolo; mme matshutitshuti a batho a phuthegela mmogo go utlwa, le go fodisiwa malwetse a bone.

Luke 5:17-26

Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao, ka a ruta, ga bo go le Bafarisai le baruti ba molao ba dutse teng, ba ba tswang mo metseng yotlhe ya Galilea le Jutea, le Jerusalema; mme thata ya Morena ya nna nae go ba fodisa. Mme bonang, banna bangwe ba lere motho yo o tshwerweng ke go tetesela, ba mo tshotse ka bolao, ba batla ka fa ba ka mo isang mo teng ka teng, le go mmaya fa pele ga gagwe. E rile ka ba sa bone ka fa ba ka mo isang mo ntlong ka teng, ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba tlhatlogela kwa godimo ga ntlo, ba mo folosa ka bolao jwa gagwe ka fa borulelong, ba mmaya fa gare, fa pele ga Jesu. Ya re a bona tumelo ya bone, a mo raya a re: “Monna, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Bakwadi le Bafarisai ba simolola go akanya go re: “E mang yo, yo o buang ditlhapatso? E mang yo o ka itshwarelang dibe fa e se Modimo osi fela?” Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo akanya eng mo pelong tsa lona? Mo go bofefo ke gofe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago di itshwaretswe;’ le fa e le go re: ‘Tsoga o tsamaye?’ Mme gore lo tle lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng, ya go itshwarela dibe,” a raya ene yo o teteselang a re: “Ke a go raya, ‘Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago.’ ” Fela ka bonako a tsoga fa pele ga bone, a tsaya se o neng a letse mo go sone, a ya kwa ntlong ya gagwe, a ntse a galaletsa Modimo. Kgakgamalo ya ba tshwara botlhe, mme ba galaletsa Modimo; ba ba ba tlala poifo ba re: “Re bonye dilo di sele gompieno.”

Luke 6:6-10

Ga dirala ya re ka Sabata o mongwe, a tsena mo ntlong ya thuto, a ruta; ga bo go le monna teng, yo seatla sa gagwe se segolo se omeletseng. Bakwadi le Bafarisai ba mo lepa gore a o tlaa fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba bone ka fa ba ka mo nayang molato ka teng. Mme a itse megopolo ya bone, mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Nanoga, a eme fa gare.” A nanoga a ema fa gare. Jesu a ba raya a re: “Ke a lo botsa ka re, a go letleletswe go dira molemo ka malatsi a Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo kgotsa go bo senya?” A ba koba botlhe, a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” A dira jalo; mme seatla sa gagwe sa fola sa nna jaaka se sengwe.

Luke 6:17-19

Mme a fologa nabo, a ema mo lobaleng, a na le bontsi jo bogolo jwa barutwa ba gagwe, le batho ba le bantsintsi ba ba tswang mo Jutea yotlhe, le Jerusalema, le kwa lefatsheng le le okameng lewatle la Ture le Sitone, ba tsile go mo utlwa, le go fodisiwa malwetse a bone; le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe, mme ba fodisiwa. Mme bontsi jotlhe jwa senka go mo ama, ka gonne nonofo e ne e tswa mo go ene, a ba fodisa botlhe.

Luke 7:2-10

Ga bo go le molaodi wa mophato, a na le motlhanka, mme a mo rata thata, a bo a lwala a le gaufi le go swa. O rile a utlwa ka ga Jesu, a roma bagolwane ba Bajuta kwa go ene, ba mo rapela gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. Bone, ya re ba fitlha kwa go Jesu, ba mo rapela thata ba re: “Ke motho yo o tshwanetseng fa o ka mo direla jalo; gonne o rata morafe wa rona, e bile ene ka esi o re agetse ntlo ya thuto.” Foo Jesu a ya nabo. Ya re jaana a setse a se kgakala le ntlo, molaodi wa mophato a roma ditsala kwa go ene, tsa ya go mo raya tsa re: “Morena, o se ka wa itapisa, ka gobo ga ke a tshwanela fa o ka tsena kwano tlase ga ditlhomeso tsa me. Ke gone ke ikaileng le gone fa ke sa tshwanela go ya koo go wena; mme bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tlaa fodisiwa. Gonne le nna ke monna yo ke beilweng mo taolong, ke bile ke na le batlhabani ba mo taolong ya me; mme ke reye mongwe ke re: ‘Tsamaya,’ mme a tsamaya; ke reye yo mongwe ke re: ‘Ntlo,’ mme a tle; le motlhanka wa me: ‘Dira se,’ mme a se dire.” Jesu ya re a utlwa dilo tse a mo gakgamalela, mme a retologa a raya batho ba bantsi ba ba mo setseng morago a re: “Ke a lo raya, ga ke ise nke ke bone tumelo e kgolo jaana, nnyaa, le fa e le mo Iseraele.” Ba ba romilweng, ya re ba boela kwa ntlong, ba fitlhela motlhanka (yo o neng a ntse a lwala) a fodile.

Luke 7:12-17

Jaana ya re a atamela kgoro ya motse, bonang, ga bo go rwelwe moswi, a isiwa kwa ntle; ya bo e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene mmaagwe ya bo e le motlholagadi; le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi. Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.” Mme a atamela a ama setsholo; ba ba mo rweleng ba ema. Mme a re: “Lekau, ke a go raya, tsoga.” Yo o neng a sule a rapamologa, mme a simolola go bua. Mme a mo neela mmaagwe. Poifo ya ba tshwara botlhe; mme ba galaletsa Modimo ba re: “Go tsogile moperofeti yo mogolo gare ga rona; Modimo o lekotse batho ba one.” Tumedi e ka ga gagwe, ya tswela mo lefatsheng lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya teng.

Luke 7:21-22

Ya re e sa ntse e le nako eo a fodisa batho ba le bantsi malwetse le dipobolo, le mewa e e bosula; le difofu di le dintsi a di naya go bona. Jesu a bua, a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye lo bolelele Johane dilo tse lo di bonyeng, le tse lo di utlwileng, lo re: Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, basusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo.

Luke 8:2

le basadi bangwe ba ba fodisitsweng mewa e e bosula le diemera, le Maria yo o bidiwang Magetalene, yo mewa e supa e duleng mo go ene,

Luke 8:22-25

Jaana ga dirala ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao, a tsena mo mokorong a na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga bodiba.” Ba bolola ka mokoro. Ya re ba ntse ba tsamaya, ene a thulamela; mme ga fologela matsubutsubu a phefo mo bodibeng; mme ba tlalelwa ke metsi, ba nna mo poitshegong. Ba tla mo go ene ba mo tsosa ba re: “Morena, Morena, re a nyelela.” Foo a tsoga, a kgalemela phefo le go suma ga metsi; mme ga khutla, ga nna tuulalo fela. Mme a ba raya a re: “Tumelo ya lona e kae?” Mme e re ka ba boifa, ba gakgamala, ba raana ba re: “Ana motho yo o ntse jang, fa e bo ne ne a laola le tsone diphefo jaana le metsi, mme di mo utlwe?”

Luke 8:27-37

Ya re a tswela mo lefatsheng, a kgatlhana le monna mongwe yo o tswang mo motseng, yo o nang le mowa o o maswe; yo o sa leng a nna fela ka lobaka lo loleele a sa apare sepe, a bile a sa nne mo ntlong epe, fa e se mo diphupung fela. Ya re a bona Jesu, a goa, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, mme ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo wa Mogodimodimo? Ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa.” Gonne o ne a laotse mowa o o maswe gore o tswe mo monneng yoo. Ka gobo o ne o ntse o mo tshwere gantsi; a disiwa a golegilwe ka dikeetane le mehiri; mme a komoganye dikgolego, a kgweelediwe ke mowa o o maswe kwa gare ga naga. Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago e mang?” A re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye mewa e e maswe e le mentsi mo go ene. Mme ya mo rapela gore a se e laolele go ya kwa moleteng o o se nang bolekanyetso. Jaana ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe teng, se fula mo thabeng; ya mo rapela gore a e leseletse go tsena mo go tsone. Mme a e leseletsa. Mme mowa o o maswe wa tswa mo monneng yoo, wa tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo bodibeng, mme sa betwa ke metsi. E rile badisa ba tsone ba bona se se dirafetseng, ba tshaba, ba ya ba bolela mo motseng le mo lefatsheng. Mme ba tswa ba ya go bona se se dirafetseng; ba tla kwa go Jesu, ba fitlhela monna yo mowa o o maswe o duleng mo go ene a dutse fela fa dinaong tsa ga Jesu, a apere, a bile a na le tlhaloganyo e e siameng ya gagwe; mme ba boifa. Le ba ba se bonyeng ba ba bolelela ka fa yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe o fodisitsweng ka gone. Batho botlhe ba lefatshe la Bagerasa le ba tikologo ya gone, ba mo rapela gore a tsamaye a tswe mo go bone, ka ba ne ba tshwerwe ke poifo e kgolo, mme a tsena mo mokorong, a boa.

Luke 8:43-48

Mosadi mongwe yo o lwetseng botlhoko jwa go tshologa madi ka dinyaga di le 12, a feditse dilo tsotlhe tse o tshelang ka tsone mo dingakeng, mme a retela go fodisiwa ke epe ya tsone, a tla fa morago ga gagwe; a ama makantsa a seaparo sa gagwe; mme fela ka bonako go tshologa ga madi ga khutla mo go ene. Mme Jesu a re: “Ke amilwe ke mang?” Ya re ba itatola botlhe, Petere le ba o nang nabo ba re: “Morena, batho ba go kgotlhaganyeditse ba go pitlagantse.” Jesu a re: “Mongwe o nkamile; ka ke ikutlwile fa nonofo e dule mo go nna.” Ya re mosadi a bona fa a sa fitlhega, a tla a roroma, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a mmolelela fa pele ga batho botlhe ka fa o mo amileng ka gone, le ka fa o fodisitsweng ka gone. Mme a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso.”

Luke 8:49-56

Ya re a sa ntse a bua, ga tla mongwe, a tswa kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto, a mo raya a re: “Morwadio o sule, se lapise Moruti.” Ya re Jesu a utlwa jalo, a mo fetola a re: “Se boife, dumela fela, mme o tlaa fodisiwa.” Ya re a fitlha kwa ntlong, a se ka a leseletsa ope go tsena nae, fa e se Petere, le Johane le Jakobe, le rra mosetsana, le mmaagwe ba le bosi. Mme botlhe ba bo ba lela, ba mo lelela; mme ene a re: “Se leleng, gonne ga a a swa, o robetse.” Ba mo tshega ka tshotlo, ka ba itse fa a sule. A mo tshwara ka seatla, a bitsa a re: “Mosetsana, tsoga.” Mme mowa wa gagwe wa ba wa boa, mme a tsoga ka bonako; a laola gore a fiwe dijo. Batsadi ba gagwe ba gakgamadiwa thata; mme a ba laya gore ba se bolelele ope se se dirilweng.

Luke 9:1-2

A phutha ba ba 12, a ba naya thata le taolo go laola mewa e e maswe yotlhe, le go fodisa malwetse. A ba roma gore ba ye go rera bogosi jwa Modimo, le go fodisa ba ba lwalang.

Luke 9:6

Ba tsamaya; ba ralala metsana, ba rera Mafoko a a Molemo, ba ba ba fodisa balwetse mo ntlheng tsotlhe.

Luke 9:11

Ya re batho ba bantsi ba sena go lemoga ba mo latela; a ba tshola a bua nabo ka ga bogosi jwa Modimo, a fodisa ba ba tlhokang phodiso.

Luke 9:12-17

Ya re letsatsi le simolola go fefa, ba ba 12 ba tla kwa go ene, ba mo raya ba re: “Phatlalatsa bontsi jo, jwa batho, gore ba ye kwa metseng le kwa metsaneng mo ntlheng tsotlhe, ba robale teng, ba bone dijo; gonne fano re mo gare ga naga fela.” A ba raya a re: “Lona lo ba fe, ba je.” Mme ba re: “Ga re na sepe, fa e se dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi; fa e se fela re ka ya go rekela batho botlhe ba dijo.” Gonne go ne go le banna e ka ne e le ba le 5 000. A raya barutwa ba gagwe gore ba dudise batho fa fatshe ka masomo, lesomo lengwe le lengwe batho ba nne 50. Ba dira jalo ba ba dudisa botlhe. Mme a tsaya dinkgwe tse tlhano, le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong a di segofatsa, a di ngathoganya, a di neela barutwa go di baya fa pele ga batho. Ba ja, ba kgora botlhe; mme ga selwa dikabetla tse ba di siileng, diroto di le 12.

Luke 9:29

Ya re a sa ntse a rapela, tshwano ya sefatlhogo sa gagwe ya fetoga, le diaparo tsa gagwe tsa sweufala, e le bosweu jo bo fatlhang.

Luke 9:38-43

Mme bonang, monna mongwe mo bontsing a goa a re: “Moruti, ke a go rapela, a ko o lebe morwaake; gonne ke ene ngwanake yo o esi. Mme bona, mowa o tlo o mo tseye, mme re tshogane ka a goa, o mo tsibiketse, a phoke masulo, o mo tapete, o mo tlogele ka bothata. Ke rapetse barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle; mme ba reteletswe.” Jesu a fetola a re: “Ao, losika lo lo se nang tumelo, lo lo tlhogo e thata! Ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae ke iphapaanya le lona? Lere morwao kwano.” Ya re a sa ntse a tla kwa go ene, mowa o o maswe wa mo piriganya, wa mo tsibiketsa mo go botlhoko. Jesu a kgalemela mowa o o maswe, a fodisa ngwana, a ba o mo neela rraagwe. Botlhe ba gakgamadiwa ke tlotlomalo e kgolo ya Modimo. Ya re ba sa ntse ba gakgametse botlhe ka ga dilo tsotlhe tse Jesu o di dirileng, a raya barutwa ba gagwe a re:

Luke 10:8-9

Motse o lo tsenang mo go one, le fa e ka nna ofe, mme ba lo tshola, lo je fela tse di bewang fa pele ga lona; lo fodise ba ba lwalang mo go one; lo bo lo ba reye lo re: ‘Bogosi jwa Modimo bo lo atametse.’

Luke 10:19-20

Bonang, ke lo neile thata ya go gata dinoga le diphepheng, le mo nonofong yotlhe ya mmaba, ga go sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko ka gope. Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa itumelela moo gore mewa e a lo utlwa; lo itumelele gore maina a lona a kwadilwe kwa legodimong.”

Luke 11:14

Ya re motlha mongwe a bo a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula, mme ya bo e le e e dimumu. Ga dirala ya re mowa o o maswe o sena go tswa, motho yo o semumu a bua; mme batho ba gakgamala.

Luke 13:10-17

Ya re ka letsatsi la Sabata a bo a ruta mo go nngwe ya matlo a thuto. Bonang, ga bo go le motsadi mongwe yo o sa leng a tsenwa ke mowa wa seemera, ka dinyaga di le 18; mme a bo a hutaganye; a sa ka ke a ikinamolola ka gope. Mme Jesu ya re a mmona, a mmitsa, a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo seemereng sa gago.” Mme a baya diatla tsa gagwe mo go ene, mme a siamisiwa fela ka bonako; mme a galaletsa Modimo. Molaodi wa ntlo ya thuto ka a gakaditswe ke Jesu, ka a fodisitse ka letsatsi la Sabata, a raya batho a re: “Go malatsi a le marataro a batho ba tshwanetseng go dira ka one; ke gone tlang lo fodisiwe ka one, e seng ka letsatsi la Sabata.” Mme Morena a mo fetola a re: “Baitimokanyi ke lona, a le mongwe le mongwe wa lona a e a re go le letsatsi la Sabata a golole kgomo ya gagwe le esela ya gagwe mo ntlong ya yone, a e goge a ye go e nosa? Mosadi yo e le morwadia Aberahame, yo Satane o sa le a mo golega ka dinyaga di le 18, a ga a a tshwanelwa ke go gololwa mo kgoleng e, ka letsatsi la Sabata?” Ya re a sena go bua dilo tse, baganetsi botlhe ba gagwe ba tlhabisiwa ditlhong; mme bontsi jotlhe jwa batho jwa itumela, ka ntlha ya dilo tsotlhe tsa kgalalelo tse di dirilweng ke ene.

Luke 13:32

Mme a ba raya a re: “Yang lo reye phokoje eo lo re: Bona, ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle, ke fodisa gompieno le ka moso, mme e tlaa re ka letsatsi la boraro ke be ke dirwa boitekanelo.

Luke 14:2-4

Bonang, ga bo go le monna e fa pele ga gagwe a lwala pudulogo ya metsi. Jesu a bua, a raya ba molao le Bafarisai a re: “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?” Ba didimala fela. Mme a mo tsaya, a mo fodisa, a mo lesa a tsamaya.

Luke 17:5-6

Baaposetole ba raya Morena ba re: “Totisa tumelo ya rona.” Morena a re: “Fa lo ne lo na le tumelo, e le kana ka tlhaka ya peo ya mosetara, lo ne lo ka raya setlhare se sa mosekamine lwa re: ‘Khumoga ka medi, o ye go tlhongwa mo lewatleng;’ se ne se tlaa lo utlwa.

Luke 17:12-19

Ya re a tsena mo motsaneng mongwe, a kgatlhana le banna ba le some, e le balepero, ba emetse kwa kgakala; mme ba tsholetsa mantswe a bone ba re: “Jesu, Morena re utlwele botlhoko!” Ya re a ba bona, a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye go itshupetsa baperesiti.” Ga dirala ya re ba sa tsamaya, ba ntlafala. Mongwe wa bone o rile a ipona fa a fodisitswe a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le legolo. A wela ka sefatlhogo fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme ya bo e le Mosamaria. Jesu a bua a re: “A ba ne ba sa ntlafadiwa boo some? Ba ba 9 ba kae? A go ne go sa bonwe ope yo o boang a tla go baka Modimo, fa e se moeng yo?” Mme a mo raya a re: “Nanoga, o tsamaye; tumelo ya gago e go fodisitse.”

Luke 18:27

Ene a re: “Dilo tse di retetseng mo bathong, di ka dirafala mo Modimong.”

Luke 18:35-43

Ga dirafala, e rile a setse a atametse Jeriko, monna mongwe wa sefofu a bo a dutse fa tseleng, a kopa. Ya re a utlwa go feta ga bontsi jwa batho, a botsa a re: “Selo se ke eng?” Ba mmolelela ba re: “Jesu wa Nasaretha o a feta.” Mme a goa a re: “Jesu Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!” Ba ba eteletseng pele ba mo kgalemela ba re a didimale, mme a nna a goa segolo bogolo a re: “Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!” Jesu a ema, a laola gore a tlisiwe fa go ene; ya re a sena go mo atamela, a mmotsa a re: “O rata ka go direlang?” Mme a re: “Morena, a ke foufologe.” Jesu a mo raya a re: “Foufologa; tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme a foufologa fela ka bonako, mme a mo sala morago, a galaletsa Modimo; batho botlhe ba re ba bona jalo ba baka Modimo.

Luke 22:50-51

Mme mongwe wa bone a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya ka fa letsogong le legolo. Jesu a bua a re: “Iketleng! Go ntse!” Mme a ama tsebe ya gagwe, a e fodisa.

Luke 24:6

Ga a yo fa; o tsogile; gakologelwang ka fa o buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galilea.

John 2:3-11

Ya re bojalwa jwa mofine bo tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: “Ga ba na bojalwa jwa mofine.” Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ke dirang ka wena? Lobaka lwa me ga lo ise lo tle.” Mmaagwe a raya batlhanka a re: “Se o se lo rayang lo se dire fela.” Ga bo go le ditsaga tsa lentswe di le thataro, di beilwe teng ka fa mokgweng wa Bajuta wa bontlafatso, nngwe le nngwe e lekanye diemere di supa, kgotsa di some. Jesu a ba raya a re: “Thelang metsi mo ditsageng, di tlale.” Ba di thela tsa tlalela ruri. A ba raya a re: “Gang jaana, lo ise kwa molebalebing wa modiro.” Mme ba a isa. Ya re molebalebi wa modiro a leka metsi mo ganong, a jaanong a fetogileng bojalwa jwa mofine, a sa itse kwa a tswang teng, mme batlhanka ba ba gileng metsi ba bo ba itse, molebalebi wa modiro a bitsa monyadi. A mo raya a re: “Batho botlhe ba tle ba beye bojalwa jwa mofine jo bo monate pele; e re batho ba sena go nwa thata, foo ba beye jo bo seng monate; mme wena, bojalwa jwa mofine jo bo monate o bo boloketse lobaka lono.” Tshimologo e ya ditshupo tsa gagwe, Jesu o e dirile mo Kana wa Galilea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe; mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene.

John 2:23

Jaana e rile a ile Tlolaganyong kwa Jerusalema, e le ka lobaka lwa modiro, batho ba le bantsi ba dumela mo ineng la gagwe, ka ba bona ditshupo tsa gagwe tse o di dirang.

John 3:2

A tla kwa go Jesu go le bosigo, a mo raya a re: “Rabi, re a itse fa o le moruti yo o tswang kwa Modimong, gonne ga go motho ope yo o ka dirang ditshupo tse o di dirang fa Modimo o se na nae.”

John 4:46-53

Mme a tloga a ya gape kwa Kana wa Galilea, kwa o fetotseng metsi bojalwa jwa mofine teng. Ga bo go le motho mongwe wa kgosana, yo morwawe o lwalang kwa Kaperenaume. Ya re a utlwa fa Jesu a dule kwa Jutea a tsile mo Galilea, a ya kwa go ene, a mo rapela gore a fologe, a ye go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa. Foo Jesu a mo raya a re: “Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo ketla lo dumela gope.” Motho wa kgosana a mo raya a re: “Morena, a ko o fologe ngwanake a ise a swe.” Jesu a mo raya a re: “Tsamaya fela, morwao o tshedile.” Monna yo a dumela lefoko le Jesu o le buileng nae, mme a tsamaya. Ya re a sa ntse a fologa, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba bolela fa morwawe a tshedile. Jalo a ba botsa nako e o simolotseng go fola ka yone. Mme ba mo raya ba re: “E rile maabane ka nako ya bongwe ka tshokologo letshoroma la mo tlogela.” Jalo rraagwe a itse fa e ne e le ka nako e Jesu o mo reileng ka yone a re: “Morwao o tshedile;” mme go le ene le ba ntlo ya gagwe, ba dumela botlhe fela.

John 5:2-9

Jaana go na le lekadiba mo Jerusalema, fa kgorong ya dinku, le le bidiwang Betheseta mo puong ya Sehebere, le na le diobo di le tlhano. Mo diobong tse ga bo go le bontsi jwa balwetse, difofu, le batlhotsi le ba ba omeletseng, ba lebeletse kgobero ya metsi. (Gonne moengele o ne a tle a fologele mo lekadibeng motlha mongwe, mme a kgobere metsi; ke gone yo e leng wa ntlha go tsena, metsi a sena go kgoberwa, a fole, le fa e ka ne e le pobolo efe e e mo tshwereng.) Mme ga bo go le monna mongwe teng yo o tshwerweng ke seemera ka dinyaga di le 38. E rile Jesu a mmona a namaletse fa fatshe, a itse fa a sa bolo go nna mo popegong e e ntseng jalo, a mo raya a re: “A o rata go fola?” Molwetse a mo fetola a re: “Morena, ga ke na motho ope yo e a reng metsi a kgoberwa a ntsenye mo lekadibeng; e a tle e re ke sa ntse ke tla mongwe a fologele pele ga me.” Jesu a mo raya a re: “Namologa, o tseye bolao jwa gago, o tsamaye.” Monna yo a fola fela ka bonako, a tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya. Jaana letsatsi leo ya bo e le la Sabata.

John 6:2

Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse o di dirileng mo go ba ba lwalang.

John 6:5-14

Foo ka Jesu a tsholetsa matlho, a bona fa bontsi jo bogolo jwa batho bo tla mo go ene, a raya Filipo a re: “Re tlaa reka kae dinkgwe, gore batho ba, ba je?” Mo a go bua go mo leka, gonne ene ka esi o na a itse se o tlaa se dirang. Filipo a mo fetola a re: “Dinkgwe tse di ka rekwang ka diponto di le 20 ga di ka ke tsa ba lekana, le fa mongwe le mongwe a fiwa go le gobotlana.” Mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Anterea, mogoloa Simone Petere, a mo raya a re: “Go na le mosimane fa, yo o tshotseng dinkgwe di le tlhano tsa barele, le ditlhapi di le pedi; mme tseo e tlaa bo e le eng mo bontsing jo bo kanakana?” Jesu a re: “Rayang batho ba dule fa fatshe.” Jaana bojang bo ne bo le bogolo gone foo. Batho ba dula fa fatshe, palo ya bone e ka ne e le 5 000. Foo Jesu a tsaya dinkgwe; ya re a sena go leboga, a di abela batho ba ba dutseng; le tsone ditlhapi a di dira jalo, ka fa ba ratang ka teng. Mme ya re ba sena go kgora, a raya barutwa ba gagwe a re: “Selang dikabetla tse di setseng, gore go se ka ga latlhega sepe.” Ba di sela, ba tlatsa diroto di le 12 ka dikabetla tsa dinkgwe tsa barele tse di siilweng ke ba ba jeleng. E rile batho ba bona sesupo se o se dirileng, ba re: “Ammaaruri, yo, ke ene moperofeti yo o tlang mo lefatsheng.”

John 6:19-21

Ke gone e rileng ba sena go tsamaisa mokoro sebaka sa dikilometara di magareng a botlhano le borataro, ba bona Jesu a tsamaya mo godimo ga lewatle, a atamela fa mokorong; mme ba boifa. Mme a ba raya a re: “Ke nna; se boifeng.” Foo ba itumela go mo tsholela mo mokorong; mokoro wa akofa wa tshwara lefatshe le ba yang kwa go lone.

John 8:59

Ba tsaya maje go mo kolopa ka one; mme Jesu a iphitlha, a tswa mo tempeleng (a ba ralala fa gare, mme a feta fela jalo).

John 9:1-8

Ya re a feta, a bona motho yo o sa leng a tsalwa a foufetse. Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Rabi, go ne go leofile mang, a monna yo, kgotsa batsadi ba gagwe, fa e bo ne ne a tsetswe a foufetse?” Jesu a ba fetola, a re: “Go ne go sa leofa monna yo, le fa e le batsadi ba gagwe; e ne e le gore ditiro tsa Modimo di tle di bonadiwe mo go ene. Re na le go dira ditiro tsa yo o nthomileng go sa ntse go le motshegare; bosigo bo etla, jo go se nang ope yo o ka dirang mo go jone. E re fa ke sa ntse ke le mo lefatsheng, ke be ke le lesedi la lefatshe.” Ya re a sena go bua jalo, a kgwela mathe fa fatshe, a duba seretse ka mathe, mme a mo tshasa seretse mo matlhong, a mo raya a re: “Ya o tlhape mo lekadibeng la Siloame,” - ke go re, Romilwe, fa go phuthololwa. Mme a tloga a tsamaya, a ya a tlhapa, mme a tla a bona. Foo ba ga gabo le ba ba mmonyeng gale fa e le mokopi, ba re: “Yo, a ga se ene yo o ne a tle a nnele go kopa?”

John 9:32-33

E sa le ka tlholego ya lefatshe ga go ise go ke go utlwiwe fa mongwe a kile a foufolola matlho a motho yo o tsetsweng a foufetse. Fa motho yo a sa tswe Modimong, o ne a sa ka ke a dira sepe.”

John 11:39-44

Jesu a re: “Tlosang letlapa.” Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya a re: “Morena, gompieno o setse a nkga, gonne o tlhotse malatsi a le mane a sule.” Jesu a mo raya a re: “A ga ke a go raya ka re, fa o ne o dumela, o tlaa bona kgalalelo ya Modimo?” Jalo ba tlosa letlapa. Mme Jesu a lelala a re: “Rara, ke a go leboga ka o nkutlwile. Ke ne ke itse fa o nkutlwa gale; mme ka bo ke buisiwa ke bontsi jwa batho jo bo emeng fa ba ntikanyeditse, ka re ba tle ba dumele fa o nthomile.” Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le le godileng a re: “Lasaro, tswa!” Yo o neng a sule a tswa, a sa fapilwe mabogo le maoto ka matsela a phitlho; sefatlhogo sa gagwe le sone se fapilwe ka letsela, Jesu a ba raya a re: “Mo fapololeng lo mo lese a tsamaye.”

John 11:47

Foo ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba epa pitso, ba re: “Re dirang, gonne monna yo o dira ditshupo di le dintsi?

John 12:37

Mme le fa a ne a dirile ditshupo tse dintsi tse fa pele ga bone, ga ba a ka ba dumela mo go ene;

John 14:11-12

Ntumelang fa ke le mo go Rara, le Rara a le mo go nna; fa go sa nna jalo, ntumelang ka ntlha ya ditiro fela ka tsosi. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o dumelang mo go nna, ditiro tse ke di dirang, le ene o tlaa di dira; o tlaa dira ditiro tse dikgolo go feta tse; gonne ke ya kwa go Rara.

John 14:13-14

Mme se lo tlaa se lopang, le fa e ka nna eng, ka leina la me, sone ke tlaa se dira, gore Rara a galalediwe mo go Morwawe. Fa lo ntopa sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira.

John 15:7

Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa.

John 20:19-20

Jaana ya re go sa le letsatsi leo, e le letsatsi la ntlha la beke, go le maabanyane, go bile go tswetswe fa barutwa ba leng teng, ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu a fitlha a ema fa gare ga bone, a ba raya a re: “Kagiso e nne le lona.” Ya re a sena go bua jalo, a ba supetsa diatla tsa gagwe le lotlhakore lwa gagwe. Foo barutwa ba itumela, ka ba bona Morena.

John 20:25-28

Barutwa ba bangwe ba mo raya ba re: “Rona re bonye Morena.” Mme a ba raya a re: “Fa ke sa bone dintho tsa dimapo mo diatleng tsa gagwe, ka tsenya monwana wa me mo dinthong tsa dimapo, ka ba ka tsenya seatla sa me mo lotlhakoreng lwa gagwe, ga nketla ke dumela.” E rile malatsi a a 8 a sena go feta, barutwa ba gagwe ba bo ba bile ba le mo teng, le ene Thomase a na nabo. Jesu a tla go tswetswe, a ema fa gare ga bone, a re: “Kagiso e nne le lona.” Foo a raya Thomase a re: “Ntshetsa kwano monwana, o bone diatla tsa me; ntshetsa kwano seatla, o se tsenye mo lotlhakoreng lwa me; se nne pelaelo mme o dumele.” Thomase a mo fetola a re: “Morena wa me, le Modimo wa me.”

John 20:30

Jesu a dira ditshupo di le dintsi di sele fa pele ga barutwa ba gagwe, tse di sa kwalwang mo lokwalong lo;

John 21:3-11

Simone Petere a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Ba mo raya ba re: “Le rona re ya nao.” Ba bolola ba tsena mo mokorong; mme ba se ka ba lala ba tshwere sepe sigong joo. Ya re bosigo boo sa, Jesu a ema fa mošaweng; le fa go ntse jalo barutwa ba bo ba sa itse fa e le Jesu. Foo Jesu a ba raya a re: “Bana, a lo na le sengwe se se jewang?” Ba mo fetola ba re: “Nnyaa.” A ba raya a re: “Digelang lotloa ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga mokoro, mme lo tlaa tshwara.” Foo ba lo digela, mme ba retelelwa ke go lo goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi. Foo morutwa yo Jesu o mo ratang, a raya Petere a re: “Ke Morena.” Ya re Petere a utlwa fa e le Morena, a ikgatlhelela kobo ya gagwe, gonne o ne a sa apara sepe, mme a ithabuetsa mo lewatleng. Barutwa ba bangwe ba tla ka mokorwana, gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka ne e le sebaka sa mabogo a 200, boo ba tla ba goga lotloa lo tletse ditlhapi. Jalo ya re ba tswela fa lefatsheng, ba bona molelo o o magala teng, o na le ditlhapi di besitswe mo go one, le senkgwe. Jesu a ba raya a re: “Lereng ditlhapi dingwe tsa tse lo di tshwereng gompieno.” Foo Simone Petere a pagama, a gogela lotloa kwa lefatsheng, lo tletse ditlhapi tse ditona, di le 153; mme le fa di le bontsi jo bo kalo, lotloa ga lo a ka lwa kgaoga.

John 21:20-23

Petere a retologa, a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a ba setse morago; e bong ene yo o neng a ikaega mo sehubeng sa gagwe, jale ka go jewa selalelo, a ba a bua a re: “Morena yo o go okang e mang?” Petere ya re a mmona a raya Jesu a re: “Morena, mme motho yo, o tlaa dirang?” Jesu a mo raya a re: “Fa ke rata a diega go tle go tsamaye ke tle, e be e le eng go wena? Wena o ntshale morago fela.” Polelo eo ya anamela mo bakaulengweng, gore morutwa yoo, ga a ketla a swa; le fa go ntse jalo Jesu ga a ka a re ga a ketla a swa; fa e se go re: “Fa ke rata a diega go tle go tsamaye ke tle, e be e le eng go wena?”

John 21:25

Go bile go na le dilo di le dintsi di sele tse Jesu o di dirileng, tse e ka reng fa di ne di ka kwalwa tsotlhe, ke a gopola gore le e leng lefatshe le ne le sa ka ke la bonela dikwalo tse di neng di ka kwalwa sebaka sa go di tshola.

Acts 1:3

ba o bileng a ba ipontsha a tshedile, morago ga loso lwa gagwe, ka ditshupo di le dintsi, a bonala mo go bone ka lobaka lwa malatsi a a 40, a bua dilo tse e leng tsa bogosi jwa Modimo;

Acts 1:8-9

Mme e tlaa re Mowa o o Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa bona nonofo; lo tlaa nna basupi ba me mo Jerusalema, le mo lefatsheng lotlhe la Jutea le la Samaria, go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.” E rile a sena go bua dilo tse, ba ntse ba lebile, a tlhatlosiwa; leru la mo tshola mo ponong ya bone.

Acts 2:2-6

Ka tshoganetso ga tswa mosumo kwa legodimong, e kete wa sefefo se segolo se se tsubutlang, wa tlala ka ntlo e ba dutseng mo go yone. Ga bonala mo go bone diteme tse di patologanang, e kete tsa molelo; mme wa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. Mme botlhe ba tladiwa Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka dipuo di sele, ka fa Mowa o ba neelang molomo ka teng. Jaana ga bo go agile Bajuta mo Jerusalema, e le banna ba ba rapelang Modimo, ba tswa mo merafeng yotlhe fa tlase ga legodimo. E rile mosumo o o utlwala, ga phuthega bontsi jwa batho, mme ba dimokana ditlhogo, ka mongwe le mongwe a utlwa ba bua ka puo ya ga gabo.

Acts 2:17-20

“ ‘Go tlaa dirala mo metlheng ya bofelo, go bua Modimo, wa re: Ke tlaa gorometsa Mowa wa me mo nameng yotlhe, bomorwaa lona le bomorwadia lona ba tlaa perofesa, le makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le bannabagolo ba lona ba tlaa lora ditoro; ee, le mo batlhankeng ba me, le mo malateng a me, ke tlaa gorometsa Mowa wa me mo metlheng eo; mme ba tlaa perofesa. Ke tlaa baya dikgakgamatso kwa legodimong kwa godimo, le ditshupo mo lefatsheng kwa tlase; madi le molelo le looto lwa mosi: Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi, le kgwedi madi, letsatsi la Morena le ise le tle, e bong lone letsatsi le legolo, le le itsegeng.

Acts 2:22

“Lona banna ba Iseraele, utlwang mafoko a: Jesu wa Nasaretha, e le monna yo Modimo o lo supeditseng go itumela ga one mo go ene, ka ditiro tsa nonofo le dikgakgamatso, le ditshupo tse Modimo o di dirileng ka ene mo gare ga lona, jaaka le lona lo itse;

Acts 2:43

Mme poifo ya wela mewa yotlhe; dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi tsa dirwa ke baaposetole.

Acts 3:2-11

Mme monna mongwe yo o sa leng a nnana a sa tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe, a bo a rwelwe, yo ba ne ba tle ba mmeye ka malatsi otlhe fa kgorong ya tempele e go tweng Bontle, gore a nne a kope ba ba tsenang mo tempeleng; ya re a bona Petere le Johane, fa ba tlaa tsena mo tempeleng, a ba kopa. Mme Petere a mo tlhoma matlho, a na le Johane, mme a re: “Re lebe.” A ba tsepega matlho, a solofela gore o tlaa bona sengwe mo go bone. Mme Petoro a re: “Selefera le gouta ga ke na natso; mme se ke nang naso sone ke a se go naya. Ka re: Mo ineng la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, tsamaya ka dinao.” A mo tshwara ka seatla se segolo a mo emisa; ka bonako dinao tsa gagwe le magwejana a gagwe tsa thatafala. A tsapoga a ema, a simolola go tsamaya; mme a tsena nabo mo tempeleng a tsamaya, a tlolaka, a baka Modimo. Batho botlhe ba mmona a tsamaya ka dinao, a baka Modimo. Ba mo lemoga fa e le ene yo o ne a tle a nnele go kopa fa kgorong ya tempele e go tweng Bontle; mme ba tlala kgakgamalo le tseano ka ga se se mo dirafaletseng. E rile jaaka a ngaparetse Petere le Johane, batho botlhe ba taboga ba ba kgobokanela mo mathuding a go tweng a ga Solomone, ba gakgametse thata.

Acts 3:12

E rile Petere a bona jalo, a raya batho a re: “Lona banna ba Iseraele lo gakgamaletseng ka ga monna yo? Lo tlhometseng matlho mo go rona jaaka e kete re mo tsamaisitse ka thata e e leng ya rona, kgotsa ka boitshepo jwa rona?

Acts 3:16

Ke ka go dumela mo ineng la gagwe, leina la gagwe le thatafaditse monna yo, yo lo mmonang lo mo itseng; ee, tumelo e e tlang ka ene e mo neile boitekanelo jo bo fedileng jo, fa pele ga lona lotlhe.

Acts 4:13-16

Jaana ya re ba bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, mme ba lemogile fa ba sa rutega, e le batho fela, ba gakgamala; ba ba lemoga fa ba kile ba ne ba nna le Jesu. Mme e re ka ba bona motho yo o fodisitsweng a eme nabo, ba tlhoka se ba ka se buang ka ga gone. Ya re ba sena go ba laola gore ba tswele kwa thoko ga phuthego, ba sala ba gakololana. Ba re: “Banna ba, re tlaa ba dirang? Gonne le gale go a bonala mo bathong botlhe ba ba agileng mo Jerusalema, fa tiro e e gakgamatsang e e tumo kgolo e dirilwe ke bone; ga re ka ke ra go latola.

Acts 4:29-31

Jaana Morena, bona dipopo tsa bone; mme o neye batlhanka ba gago go bua lefoko la gago ka pelokgale yotlhe fela; le wena o ntse o otlolola letsogo la gago go fodisa; o mme ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka leina la ga Jesu Motlhanka wa gago yo o boitshepo.” E rile ba sena go rapela, felo fa ba phuthegetseng teng ga reketla; mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, mme ba nna ba bua lefoko la Modimo ka pelokgale.

Acts 5:1-11

Mme monna mongwe, go twe Ananiase, a na le Safira mosadi wa gagwe, a rekisa boswa bongwe. Mme a sadisa madi bontlhanngwe, mosadi le ene a itse jalo; mme a tlisa bontlhanngwe a bo baya fa dinaong tsa baaposetole. Mme Petere a re: “Ananiase, ana Satane o tlaleditseng pelo ya gago gore o aketse Mowa o o Boitshepo, le go sadisa bontlhanngwe jwa madi a tshimo? A e rile e sa ntse e le teng, a e ne e ntse e se ya gago? Le e sena go rekisiwa, a e ne e ntse e se mo thateng ya gago? Go ntse jang ka o gakologetswe selo se mo pelong ya gago? Ga o a aketsa batho, o akeditse Modimo.” Ananiase ya re a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe, a swa; mme poifo e kgolo ya tlela botlhe ba ba utlwileng. Makau a tloga a mo phutha, a mo rwalela kwa ntle, a mo fitlha. E ka ne e le lobaka lwa dinako di le tharo morago ga moo, mosadi wa gagwe a tsena, a sa itse se se dirafetseng. Petere a mmotsa a re: “Mpolelela fa tshimo lo e rekisitse ka go le kalo.” Mme a re: “Ee, ka go le kalo.” Petere a mo raya a re: “Go ntse jang ka lo dumalanye mmogo go leka Mowa wa Morena? Bona dinao tsa ba ba fitlhileng monna wa gago di fa mojako, mme ba tlaa go rwalela kwa ntle.” Ka bonako fela a wela fa dinaong tsa gagwe, a swa; mme makau a tsena, a mo fitlhela a sule, a mo rwalela kwa ntle, a mo fitlha fa monneng wa gagwe. Mme poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe, le botlhe ba ba utlwileng dilo tse.

Acts 5:12-16

Ditshupo le dikgakgamatso di le dintsi tsa dirwa mo bathong ka diatla tsa baaposetole; mme ba nna mmogo botlhe mo mathuding a ga Solomone ka bongwefela jwa pelo. Mme mo go ba bangwe ga bo go se motho ope yo o lekang go ikopanya nabo; le fa go ntse jalo batho bone ba ba tlotla; badumedi ba oketsegela Morena bogolo, bontsi jwa banna le basadi. Ba ba ba tla ba ntshetsa balwetse mo mebileng, ba ba baya mo malaong le mo masekamelong, e tle e re Petere a feta, le fa e ka bo e le moriti wa gagwe, o tshutifalele mongwe wa bone. Le gone ga phuthega bontsi jo bo tswang mo metseng e e mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetsi le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe; mme ba fodisiwa botlhe.

Acts 5:19-25

Mme moengele mongwe wa Morena a bula ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Tsamayang, lo ye go ema lo bue le batho mo tempeleng mafoko otlhe a Botshelo jo.” Ya re ba utlwa, ba tsena mo tempeleng bosigo boo sa, mme ba ruta. Moperesiti yo mogolo a tla le ba o nang nabo, ba phutha ba lekgotla le ditlhogo tsa bana ba Iseraele, mme ba roma kwa ntlong ya kgolegelo gore ba ye go tlisiwa. Mme maotlana a a ileng a se ka a ba fitlhela mo ntlong ya kgolegelo; a boa, a bolela a re: “Re fitlhetse ntlo ya kgolegelo e tswetswe ka tlhomamo yotlhe, le badisa ba eme fa mejakong; mme e rile re sena go bula, ra se ka ra fitlhela motho ope mo teng.” Jaana ya re molaodi wa tempele le ditlhogo tsa baperesiti ba utlwa mafoko a, ba akabala thata ka ga bone gore selo se se tlaa felela kae. Ga tla mongwe a ba bolelela a re: “Bonang, banna ba lo ba tsentseng mo ntlong ya kgolegelo, ba eme mo tempeleng ba ruta batho.”

Acts 6:8

Setefane, ka a tletse bopelontle le nonofo, a dira dikgakgamatso tse dikgolo le ditshupo mo bathong.

Acts 6:15

Mme botlhe ba ba dutseng mo lekgotleng, ka ba tsepile matlho a bone mo go ene, ba bona sefatlhogo sa gagwe e kete sefatlhogo sa moengele.

Acts 7:30

“E rile dinyaga di sena go feta di le 40, moengele a bonala kwa go ene ka kgabo ya molelo mo setlhareng, a le mo nageng ya thaba ya Sinai.

Acts 7:36

Monna yo a ya a ba ntsha a sena go dira dikgakgamatso, le ditshupo mo Egepeto, le mo Lewatleng le Lehibidu, le mo nageng ka nyaga di le 40.

Acts 8:6-8

Mme matshutitshuti a batho a ela dilo tse di bolelwang ke Filipo tlhoko ka bongwe fela jwa pelo, ba sena go utlwa le go bona ditshupo tse o di dirang. Gonne mewa e e maswe ya tswa mo bathong ba le bantsi ba ba nang nayo, e goa ka mantswe a magolo; le ba bantsi ba ba teteselang le ba ba golafetseng, ba fodisiwa. Ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo.

Acts 8:13

Simone le ene a dumela, mme e rile a sena go kolobediwa, a nna kwa go Filipo. O rile ka a bona ditshupo le dikgakgamatso di dirwa, a tseana thata.

Acts 8:39-40

Ya re ba tlhatloga mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo; mme moopafadiwa a se ka a tlhola a mmona, gonne a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse. Mme Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, ya re a ntse a ralala, a eta a rera Mafoko a a Molemo mo metseng yotlhe, a tsamaya a ya go fitlha kwa Kaesarea.

Acts 9:3-9

Ya re a etile, ga dirala a atamela Damaseko, mme a tshogana ka lesedi le le tswang legodimong le phatsima mo tikologong ya gagwe. A wela fa fatshe, a ba a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?” Mme a re: “O mang Morena?” Mme a re: “Ke nna Jesu yo o mmogisang; mme nanoga o ye o tsene mo motseng, mme o tlaa bolelelwa se o nang le go se dira.” Banna ba o etileng nabo, ba ema ba tuuletse fela, ba utlwa lentswe, mme ba sa bone motho ope. Saule a tsoga fa fatshe; mme ya re a buduloga matlho a bo a sa bone; ba mo goga ka letsogo, ba mo isa mo Damaseko. A tlhola malatsi a le mararo a sa bone, a bile a sa je, le fa e le go nwa.

Acts 9:17-18

Ananiase a tsamaya, a ya a tsena mo ntlong; ya re a sena go mmaya diatla a re: “Mokaulengwe Saule, Morena, e bong Jesu, yo o bonetseng go wena mo tseleng e o tsileng ka yone, o nthomile, gore o tle o foufologe, le gore o tladiwe Mowa o o Boitshepo.” Ka bonako ga wa dilo e kete makape mo matlhong a gagwe, mme a foufologa; a nanoga a kolobediwa;

Acts 9:33-35

Foo a fitlhela monna mongwe yo go tweng, Enease, yo o sa leng a nna mo bolaong ka dinyaga tse di 8; gonne a tshwerwe ke teteselo. Petere a mo raya a re: “Enease, Jesu Keresete o a go fodisa; tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Ka bonako a tsoga. Botlhe ba ba agileng mo Lita le mo Sharone ba mmona, mme ba sokologela mo Moreneng.

Acts 9:37-42

Ga dirala ya re ka malatsi ao, a tsogelwa ke bolwetsi, mme a swa; ba re ba sena go mo tlhapisa, ba mmaya mo ntlonyaneng e e kwa godimo. Mme e re ka Lita o le gaufi le Jopa, ba utlwa fa Petere a leng teng, barutwa ba roma banna ba le babedi, ba ya go mo rapela go re: “O se ka wa re nyafalela go tla.” Petere a nanoga a ya nabo. E rile a fitlhile, ba mo isa mo ntlonyaneng e e kwa godimo. Basadi ba batlholagadi botlhe ba bo ba eme fa go ene, ba lela, ba supa dikobo le diaparo tse Dorekase o di dirileng a sa ntse a na nabo. Petere a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a sala, a khubama, a rapela; mme a retologela kwa setotong, a re: “Tabitha, tsoga.” Mme a budulola matlho; ya re a bona Petere a rapamologa. A mo neela seatla, a mo kakatlolola; ya re a sena go bitsa baitshepi le batlholagadi, a ba mo neela a tshedile. Mme ga itsiwe mo motseng otlhe wa Jopa; mme batho ba le bantsi ba dumela mo Moreneng.

Acts 10:38

ke raya Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, yo o ne a nna a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba patikwang ke diabolo; gonne Modimo o ne a na nae.

Acts 12:4-11

Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo laolela ditlhophana di le nne tsa batlhabani, tse di batho ba le bane gore ba mo dise; a ikaeletse gore e tlaa re Tlolaganyo e sena go feta a mo ntshetse mo bathong. Petere a tswalelwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme a direlwa thapelo ke phuthego ka tlhaofalo fa pele ga Modimo. E rile fa Herote a tlaa tloga a mo ntsha, Petere a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi sigong joo, a golegilwe ka diketane di le pedi, balebedi le bone ba le fa mojakong, ba disitse ntlo ya kgolegelo. Mme bonang, moengele wa Morena a ema fa go ene, le lesedi la phatsima mo ntlong ya kgolegelo; a batola Petere fa lotlhakoreng, a mo tsosa, a re: “Tsoga ka bonako.” Diketane tsa wa mo mabogong a gagwe. Moengele a mo raya a re: “Itlame, o rwale ditlhako.” Mme a dira jalo. A mo raya a re: “Apara kobo ya gago o ntshale morago.” A tswela kwa ntle, a mo sala morago; mme a bo a sa itse fa e le ammaaruri mo go dirilweng ke moengele, a itlhoma a bona ponatshegelo fela. Ya re ba sena go feta ba tebelo ya ntlha le ya bobedi, ba fitlha fa setswalong sa tshipi sa mojako o o tswelang mo motseng; mme sa ba ipulela fela ka sosi; ba tswela kwa ntle, ba feta ka mmila o mongwe, mme moengele a itse go kgaogana nae. E rile Petere a sena go itharabologelwa, a re: “Jaana ke a itse fa ruri Morena a romile moengele wa gagwe go tla go nkgolola mo seatleng sa ga Herote, le mo tebelelong yotlhe ya batho ba Bajuta.”

Acts 13:8-12

Elemase wa moloi – gonne leina la gagwe le kaya jalo fa le phuthololwa – a ganela nabo, a leka go faposa molaodisiwa mo tumelong. Mme Saule, yo o bileng a bidiwa Paulo, a tletse Mowa o o Boitshepo, a tsepega matlho mo go ene, a re: “Wena yo o tletseng boferefere jotlhe, le bolotsana jotlhe, wena ngwana wa diabolo, mmaba wa tshiamo yotlhe, a ga o nka a bakela go sokamisa ditsela tse di siameng tsa Morena? Jaana bona, seatla sa Morena se mo go wena, o tlaa foufala, o sa bone letsatsi ka lobaka.” Mme ka bonako ga wela mo go ene looto le lefifi; mme a nna a dikologadikologa, a batla mongwe yo o ka mo gogang ka letsogo. Foo, e rile molaodisiwa a bona se se dirilweng, a dumela, a gakgamaditswe ke thuto ya Morena.

Acts 14:3

Mme ba diega ka lobaka lo loleele teng, ba bua ka pelokgale mo Moreneng, Morena a supa ka ga lefoko la tshegofatso ya gagwe, a ba naya gore ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka diatla tsa bone.

Acts 14:8-10

Mo Lusetera ga bo go dutse monna mongwe yo o palelwang ke dinao, o sa le a nnana a sa tswa sebopelong sa ga maagwe, yo o iseng a ke a tsamaye gope ka dinao. Ene yo, a utlwa Paulo a bua; yo e rile a tsepega matlho mo go ene, a fitlhela a na le tumelo ya go fodisiwa. A bua ka lentswe le le godileng a re: “Ema ka dinao, o thokgame!” Mme a tsapoga a tsamaya ka dinao.

Acts 15:12

Mme batho ba bantsi botlhe ba didimala; ba reetsa Barenabase le Paulo ka ba bolela ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo o di dirileng mo go Baditšhaba ka bone.

Acts 16:25-27

Mme ya re bosigogare, Paulo le Silase ba bo ba rapela, ba opelela Modimo difela, mme bagolegwi ba bangwe ba ntse ba reeditse; ba tshogana ka go nna thoromo e kgolo ya lefatshe, metheo ya ntlo ya kgolegelo ya ba ya tla ya reketla, le mejako yotlhe ya bulega ka bonako, le dikgole tsa botlhe tsa hunologa. Modisa wa ntlo ya kgolegelo, ya re a tsosiwa mo borokong a fitlhela mejako ya ntlo ya kgolegelo e bulegile, a somola tšhaka, a re o a ipolaya, a itlhoma bagolegwi ba thobile.

Acts 19:11-12

Mme Modimo wa dira dikgakgamatso dingwe tse di feteletseng, ka diatla tsa ga Paulo, ga tsamaya ga isediwa balwetsi matsela, le fa e le dikhiba tse di amileng mmele wa gagwe, mme malwetsi a ba tlogela, le mewa e e maswe ya tswa.

Acts 20:9-12

Ga bo go dutse mo seiponeng lekau lengwe go twe Eutiko, a fentswe ke boroko jo bogolo; mme ya re ka Paulo a sa ntse a buele pele, ka a fentswe ke boroko, a wela fa fatshe a tswa kwa ntlong ya boraro e e kwa godimo, mme a tsholediwa a sule. Mme Paulo a fologa, a mo wela godimo, a mo tlamparela, a re: “Lo se ka lwa tsosa modumo; gonne mowa wa gagwe o mo go ene.” Ya re a sena go tlhatloga, mme a ngatlhogantse senkgwe, e bile a jele, a bile a buile nabo ka boleele, bosigo jwa ba jwa tla jwa sa, jalo a tloga a tsamaya. Mme ba tlisa mosimane a tshedile, mme ba gomotsega thata.

Acts 28:3-6

E rile Paulo a sena go rwalela ngata ya ditlharapa, a e baya mo molelong, mme ga tswa noga, e ntshiwa ke molelo, ya mo kgomarela seatla. E rile batho seeng bao ba bona selo se akgega mo seatleng sa gagwe, ba raana ba re: “Ko o teng motho yo ke mmolai, yo le fa a falotse mo lewatleng, Tshiamiso ga e mo leseletse go tshela.” Le fa go ntse jalo selo seo a se tlhotlhorela mo molelong, mme a se ka a bona molato. Bone ba bo ba lebeletse fa a tlaa ruruga, le fa e le go tshoga ka a ngatega fela. E rile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele, ba bona a sa dirafalelwe ke molato ope, mme ba fetoga megopolo ba re: “Ke modimo mongwe.”

Acts 28:7-9

Gaufi le golo foo ga bo go le masimo a mogolwane wa setlhake, yo o bidiwang Pubelio, ene a re tshola, a ba a re babalela sentle ka malatsi a le mararo. Mme ya bo rraagwe Pubelio a lwala botlhoko jwa letshoroma le motabogo wa madi; Paulo a tsena kwa go ene, a rapela; mme o rile a sena go mmaya diatla a mo fodisa. Ya re go sena go dirwa jalo, ba bangwe ba ba nang le malwetse mo setlhakeng ba tla, mme ba fodisiwa.

Romans 10:17

Jalo tumelo e tswa mo go utlweng, mme go utlwa go tle ka lefoko la ga Keresete.

Romans 15:19

ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso, ka thata ya Mowa o o Boitshepo; ka re, ke simolotse kwa Jerusalema, ka potologa ka ba ka ya go fitlha le kwa Iluriko, ke eta ke rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete ka botlalo.

1 Corinthians 1:22-24

Ka Bajuta ba lopa ditshupo, le Bagerika ba batla botlhale; mme rona re rera Keresete a bapotswe, e le sekgopiso mo Bajuteng, mme mo go Baditšhaba e le dinyana fela; mo go ba ba biditsweng, Bajuta le Bagerika, re rera Keresete, e le nonofo ya Modimo, le botlhale jwa Modimo.

1 Corinthians 2:1-5

Nna bagaetsho, e rile ke ya koo go lona, ka bo ke sa ye ka bontle jwa puo, le fa e le jwa botlhale, ke lo bolelela bosaitsiweng jwa Modimo. Gonne ke ne ke ikaeletse gore ga nketla ke itse sepe mo go lona, fa e se Jesu Keresete, le ene a bapotswe. Ka nna le lona ke le mo bokoeng, le mo poifong, le mo bogolong jwa thoromo. Puo ya me le go rera ga me, ga se ka ga ema ka mafoko a a mafatshwa a botlhale, fa e se ka tshupetso ya Mowa, le ya nonofo, gore tumelo ya lona e se ka ya ema mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo nonofong ya Modimo fela.

1 Corinthians 12:7-11

Mme mongwe le mongwe o newa ponatshego ya Mowa, gore a tle a thusege le ba bangwe botlhe ka yone. Gonne mongwe o newa lefoko la botlhale ka Mowa; yo mongwe a newe lefoko la kitso, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe tumelo, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe dineo tsa phodiso, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe go dira dikgakgamatso, le yo mongwe thuto; yo mongwe go lemoga mowa; yo mongwe dipuo dingwe le dingwe; yo mongwe go phutholola dipuo. Mo dilong tsotlhe tse, go bo go dira one Mowa o o leng mongwe fela, ka go abela mongwe le mongwe ka fa o ratang ka teng fela.

1 Corinthians 12:28-31

Modimo o tlhomile bangwe mo phuthegong, ba ntlha baaposetole, ba bobedi baperofeti, ba boraro baruti, foo go nne dikgakgamatso, mme gape go nne dineo tsa phodiso, le dithuso, le dipuso, le dipuopuo dingwe le dingwe. A botlhe ke baaposetole? A botlhe ke baperofeti? A botlhe ke baruti? A botlhe ke badiri ba dikgakgamatso? A botlhe ba na le dineo tsa phodiso? A botlhe ba bua ka dipuo? A botlhe ba a phutholola? Eletsang thata dineo tse dikgolo. Mme ke tlaa nna ke lo kaela mokgwa mongwe o o gaisang segolo bogolo.

1 Corinthians 13:1-2

Fa ke bua dipuo tsa batho le tsa baengele, mme fa ke se na lorato, ke be ke etsa kgotlho e e gogomang, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di opanngwang fela. Fa ke na le neo ya go ranola, ke bile ke itse masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; fa ke na le tumelo yotlhe, e le e e lekanyeng go hudusa dithaba, mme fa ke se na lorato, ke be ke se sepe fela.

1 Corinthians 14:1-6

Latelang lorato; le fa go ntse jalo lo eletse thata dineo tsa semowa, bogolo gore lo ranole. Gonne yo o tšhomang, ga a bue le batho, fa e se le Modimo; gonne ga go motho ope yo o mo utlwang; mme ka mowa o bua masaitsiweng. Yo o ranolang o bua le batho kagelelo, le kgomotso, le nametso. Yo o tšhomang o a ikagelela; mme yo o ranolang o agelela phuthego. Jaana ke rata lwa bo lo bua dipuo di sele lotlhe, mme bogolo gore lo ranole. Yo o ranolang o mogolo go feta yo o tšhomang fa a sa phutholole, gore phuthego e bone kagelelo. Jaana, bagaetsho, fa ke ka tla mo go lona ke tšhoma, ke tlaa lo naya thuso yang, fa ke sa bue le lona ka mokgwa wa tshenolo, kgotsa wa kitso, kgotsa wa go ranola, kgotsa wa thuto?

1 Corinthians 14:22-25

Ke gone ka re, dipuo di sele ke sesupo, e seng mo go ba ba dumelang, e leng mo go ba ba sa dumeleng; mme go ranola ke sesupo, e seng mo go ba ba sa dumeleng, e leng mo go ba ba dumelang. Ke gone, fa phuthego yotlhe e phuthegile, mme botlhe ba bua ka dipuo di sele, mme go tsena batho ba ba sa rutegang, le ba ba sa dumelang, a ga ba ketla ba re lo a tsenwa? Mme fa botlhe ba ranola, mme go tsena mongwe yo o sa dumeleng, kgotsa yo o sa rutegang, o tlhajwa ke botlhe, o sekisiwa ke botlhe; maoma a pelo ya gagwe a a senolwa; jalo o tlaa wela fa fatshe ka sefatlhogo, a obamela Modimo, a bolela fa Modimo o le mo go lona ruri.

1 Corinthians 14:39

Ke gone bagaetsho, lo tlhoafalele thata go ranola, mme lo se ka lwa itsa go bua ka dipuo di sele.

2 Corinthians 12:12

Ruri ditshupo tsa moaposetole di ne tsa dirwa mo go lona ka bopelotelele jotlhe, ka ditshupo le dikgakgamatso, le ditiro tsa nonofo.

Ephesians 3:20

Jaana one o o nonofileng go dira segolo thata bogolo go tsotlhe tse re di lopang le tse re di gopolang, ka fa nonofong e e dirang mo go rona,

Hebrews 2:4

Modimo le one o ntse o supa nabo ka ditshupo, le dikgakgamatso, le ka dinonofo di le dintsi, le ka dineo tsa Mowa o o Boitshepo, ka fa go rateng ga one.

Hebrews 11:1

Jaana tumelo ke go ikanya ka ga dilo tse di solofelwang, ke tlhomamiso ka ga dilo tse di sa bonweng.

Hebrews 11:6

Mme kwa ntle ga tumelo go reteletse ruri go o kgatlha. Gonne yo o tlang Modimong o na le go dumela fa o le yo, e bile e le one moduedi wa ba ba o batlang.

James 1:6

A a lope ka tumelo, a sa belaele sepe; gonne yo o belaelang o tshwana le makhubu a lewatle a a kgweediwang, a phailakwa ke phefo.

James 5:14-16

A mongwe mo go lona o a lwala? A a bitse bagolwane ba phuthego; mme a ba rapele fa go ene, ba mo tlotse lookwane mo ineng la Morena. Thapelo ya tumelo e tlaa boloka ene yo o lwalang, mme Morena o tlaa mo kakatlolola; fa a leofile, o tla go itshwarelwa. Ke gone lo ipolelelane dibe, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe. Mokokotlelo wa mosiami o thusa thata mo go direng ga one.

James 5:17-18

Elija e ne e le motho yo o maikutlo a a tshwanang le a rona, mme a rapela ka thata gore pula e se ne; mme e se ka ya na mo lefatsheng ka dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro. A ba a rapela gape; mme legodimo la nesa pula, le lefatshe la ungwa maungo a lone.

Revelation 1:12-16

Mme ka retologa, ka re ke bona lentswe le le mpuisang. Mme ya re ke retologile ka bona ditlhomo tsa gouta di supa tsa dipone; mme mo gare ga ditlhomo ga bo go le mongwe yo o tshwanang le Morwa Motho, a apere kobo e e fitlhang kwa dinaong, a itlamile mo magetleng ka moitlamo wa gouta. Tlhogo ya gagwe ya bo e le tshweu le moriri wa gagwe, jaaka boboa jo bosweu, go le gosweu jaaka kapoko; matlho a gagwe a bo a ntse jaaka kgabo ya molelo; dinao tsa gagwe di ntse jaaka kgotlho e e gotlhilweng, jaaka e kete e ntlafaditswe mo leubeng; lentswe la gagwe ya bo e kete go suma ga metsi a le mantsi. A bo a tshotse dinaledi di supa ka seatla sa gagwe se segolo; mo molomong wa gagwe ga bo go tswa tšhaka e e lootsegileng, e e magale mabedi; sefatlhogo sa gagwe sa nna jaaka letsatsi fa le phatisma ka thata ya lone.

Revelation 21:1-2

Ka bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le le yo. Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema o moša, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna wa gagwe.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net