01 – Baebele e e Boitshepo

Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Baebele e e Boitshepo.

Ditemana tse 3 tse di botlhokwa thata

2 Timothy 3:16

Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo,

Matthew 5:18

Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele.

John 12:48

Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo.

Temana nngwe le nngwe ka tatelano ya Baebele – ditemana 343

Genesis 1:4

Modimo wa bona lesedi fa le le molemo; mme Modimo wa farologanya lesedi mo lefifing.

Genesis 3:1

Jaana noga ya bo e le boferefere bogolo go ditshedi tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re: “Kana, a ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?”

Genesis 6:5

Mme Jehofa a bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe.

Exodus 15:3

Jehofa ke monna wa ntwa; Jehofa ke leina la gagwe.

Exodus 24:3-4

Moše a fitlha a bolelela batho mafoko otlhe a ga Jehofa, le dikatlholo tsotlhe; mme batho botlhe ba fetola ka lentswe le le lengwe fela ba re: “Mafoko otlhe a Jehofa o a buileng re tlaa a dira.” Moše a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa, mme a phakela a aga sebeso fa tlase ga thaba, le difikantswe tse di motloutlo di le 12, jaaka ditso di le 12 tsa Iseraele.

Numbers 23:19

Modimo ga se motho yo o ka akang, le gone ga se morwa motho yo o ka ikwatlhayang; kgotsa, a o buile, mme a ga o ketla o se dira? Kgotsa a o ntshitse lentswe, ga o ketla o le tlhomamisa?

Deuteronomy 4:2

Lefoko le ke le lo laolelang lo se ka lwa le oketsa, le gone lo se ka lwa le fokotsa, gore lo tle lo tshegetse ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, tse ke di lo laolelang.

Deuteronomy 4:5-6

“Gonne go na le morafe o mogolo “Bonang, ke lo neile ditaetso le dikatlholo, fela jaaka Jehofa Modimo wa me a ntaotse, gore lo dire jalo mo gare ga lefatshe le lo tsenang mo go lone lo ya go le rua.

Deuteronomy 4:10

letsatsi le o ne wa ema ka lone fa pele ga Jehofa Modimo wa gago mo Horebe, jale ka Jehofa a nthaya a re: ‘Mphuthela batho, mme ke tlaa ba utlwisa mafoko a me, gore ba tle ba ithute go mpoifa ka malatsi otlhe a ba tlaa tshelang ka one mo lefatsheng, le gore ba rute bana ba bone.’

Deuteronomy 4:24

Gonne Jehofa Modimo wa gago ke molelo o o lailang, ke Modimo o o lefufa.

Deuteronomy 5:32

“Ke gone lo tlhokomeleng go dira jaaka Jehofa Modimo wa lona a lo laotse; lo se ka lwa fapogela ntlheng ya le legolo, kgotsa ntlheng ya la molema.

Deuteronomy 6:5-9

O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela. Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa. O a bofelele mo seatleng sa gago go nna sesupo, mme a nne sebeo sa fa gare ga matlho a gago. O a kwale mo mephakwaneng ya mojako wa ntlo ya gago, le mo dikgorong tsa gago.

Deuteronomy 8:3

O ne a go isa tlase, a go bolaisa tlala, a go otla ka mana, a o ne o sa a itse, le fa e le bone borraeno ba ne ba sa a itse; gore a go itsise fa motho a sa tshele ka dijo di le tsosi, fa e se gore, motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.

Deuteronomy 8:6

O tshegetse ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, go sepela mo ditseleng tsa gagwe, le go mmoifa.

Deuteronomy 9:13

“Gape Jehofa a bua le nna a re: ‘Ke e bonye tšhaba e, ke fitlhela e le tšhaba e e thamo e thata.

Deuteronomy 10:12-13

“Jaana wena Iseraele, ana Jehofa Modimo wa gago o lopang mo go wena, fa e se gore o boife Jehofa Modimo wa gago, go sepela mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le go mo rata, le go direla Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa otlhe wa gago. Go tshegetsa ditaolo tsa ga Jehofa, le ditao tsa gagwe, tse ke di go laolelang gompieno, gore go nne molemo mo go wena?

Deuteronomy 11:1

“Ke gone o rate Jehofa Modimo wa gago, mme o tshegetse taolelo ya gagwe, le ditao tsa gagwe, dikatlholo tsa gagwe, le ditaolo tsa gagwe ka metlha yotlhe.

Deuteronomy 11:18-20

“Ke gone bolokang mafoko a, a me, mo pelong ya lona, le mo moweng wa lona; lo a bofelele mo diatleng tsa lona go nna sesupo, a nne sebeo sa fa gare ga matlho a lona. Lo a rute bana ba lona, lo bue ka ga one, fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa. “O a kwale mo mephakwaneng ya mejako ya ntlo ya gago, le mo dikgorong tsa gago;

Deuteronomy 11:26-28

“Bonang, gompieno ke baya tshegofatso le phutso fa pele ga lona: Tshegofatso, fa lo ka reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, tse ke di lo laolelang gompieno; le phutso, fa lo gana go reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, mme lo fapoga tsela e ke e le laolelang gompieno, go ya go sala medimo e sele morago, e lo iseng lo e itse.

Deuteronomy 12:32

“Le fa e le eng se ke se lo laolelang, lo tlhokomele sone go se dira; lo se ka lwa se oketsa le fa e le go se fokotsa.

Deuteronomy 13:1-4

“E re fa go tsoga moperofeti mo gare ga gago, le fa e le molori wa ditoro, mme a go naya sesupo kgotsa segakgamatsi, mme sesupo kgotsa segakgamatsi seo se dirala, se o buileng nao ka ga sone, a re: ‘A re saleng medimo e sele morago, e o iseng o e itse, a re e direleng’; o se ka wa reetsa mafoko a moperofeti yoo, kgotsa molori yoo wa ditoro; gonne Jehofa Modimo wa lona o a lo leka, go itse boo lo rata Jehofa Modimo wa lona ka pelo yotlhe ya lona le ka mowa otlhe wa lona. Lo sepele morago ga Jehofa Modimo wa lona, lo boife ene, lo tshegetse ditaolo tsa gagwe, lo ineele go utlwa lentswe la gagwe, lo mo direle, lo mo ngaparele.

Deuteronomy 17:19

mme a nne nalo, a bale mo go lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe, le go tshegetsa mafoko otlhe a taolo e, le ditaolo tse, go di dira,

Deuteronomy 26:16

“Gompieno Jehofa Modimo wa gago o a go laola, gore o dire ditao tse, le dikatlholo tse, mme ke gone o di tshegetse tsotlhe, o di dire ka pelo yotlhe ya gago, le mowa otlhe wa gago.

Deuteronomy 27:26

‘Go hutsege yo o sa tlhomamiseng mafoko a molao go a dira.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’ ”

Deuteronomy 28:1

“Go tlaa dirala gore fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, Jehofa Modimo wa gago o tlaa go baya kwa godimo go feta merafe yotlhe ya lefatshe;

Deuteronomy 28:15

“Mme fa o gana go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, diphutso tse tsotlhe di tlaa go wela, di go tshwara.

Deuteronomy 29:29

“Dilo tse di subegileng ke tsa ga Jehofa Modimo wa rona, mme dilo tse di senotsweng ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleng, gore re tle re dire mafoko otlhe a molao o.”

Deuteronomy 30:10

fa o ineela go utlwa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tshegetsa ditaolo tsa gagwe le ditao tsa gagwe, tse di kwadilweng mo lokwalong lo, lwa molao; fa o retologela mo go Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago.

Deuteronomy 30:19

Ke lo biletsa legodimo le lefatshe gompieno go supa ka ga lona, fa ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le losika lwa gago;

Deuteronomy 31:12

Phutha batho, banna le basadi, banyana, le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore ba utlwe, le gore ba ithute, ba boife Jehofa Modimo wa lona, ba tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o;

Deuteronomy 31:26-27

“Tsayang lokwalo lo lwa molao, lo lo beye lo bape le letlole la kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa lona, gore lo nne gone e le mosupi go go ganetsa. Gonne ke a e itse tsuololo ya gago, le thamo e thata ya gago; lo tsuololela Jehofa le ke sa ntse ke tshedile ke na le lona gompieno, mme go tlaa nna jalo bogolo jang ke sena go swa?

Joshua 1:8

Lokwalo lo lwa molao, lo se tloge mo molomong wa gago, o akanye mo go lone motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira ka fa go tsotlhe tse di kwadilweng mo go lone, gonne tsela ya gago e tlaa nna le letlhogonolo jalo, mme o tlaa bona go segofala sentle.

1 Samuel 12:24

Boifang Jehofa fela, lo mo direle ka boammaaruri, ka pelo yotlhe ya lona; lo gopole go re, dilo dikgolo jang tse o di lo diretseng.

1 Samuel 15:22-24

Samuele a re: “A Jehofa o ka itumelela ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo, jaaka a itumelela go akela lentswe la ga Jehofa? Bona, go utlwa go molemo bogolo go go isa tshupelo, le go reetsa bogolo go mahura a diphelefu. Gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi, le logwadi lo tshwana le tirelo ya medimo ya disetwa le ya mereo. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.” Saule a raya Samuele a re: “Ke leofile; gonne ke tlodile taolo ya ga Jehofa, le mafoko a gago; gonne ke tshabile batho ka akela lentswe la bone.

2 Samuel 22:22-23

Gonne ke tshegeditse ditsela tsa ga Jehofa, ga ke a tloga mo Modimong ka go ikepa. Gonne dikatlholo tsotlhe tsa gagwe di ne di le fa pele ga me; ka ga melao ya gagwe ga ke a ka ka tloga mo go yone.

2 Kings 17:14

Mme le fa go ntse jalo ba gana go utlwa, ba ithatafatsa dithamo, jaaka dithamo tsa borraabo, ba ba neng ba sa dumele mo go Jehofa Modimo wa bone.

2 Chronicles 34:21

“Yang lo mpoletse mo go Jehofa, lo bo lo boletse le bone ba ba setseng mo Iseraele le mo Juta, ka ga mafoko a lokwalo lo lo bonyweng, gonne bogale jwa ga Jehofa jo bo goromeditsweng mo go rona bo bogolo, gonne borraetsho ga ba a tshegetsa lefoko la ga Jehofa, go dira jaaka tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo.”

2 Chronicles 36:16

mme ba sotla barongwa ba Modimo, ba nyatsa mafoko a gagwe, ba tshega baperofeti ba gagwe, ga tsamaya bogale jwa ga Jehofa jwa tsogela batho ba gagwe, ga tsamaya phodiso ya tlhokafalela ruri.

Ezra 7:10

Gonne Esera o ne a itlhomamisitse pelo gore o tlaa batla molao wa ga Jehofa, a ba a o dira, a ba a ruta batho melao le dikatlholo mo Iseraele.

Ezra 9:4

Foo ga phuthegela kwa go nna mongwe le mongwe yo o roromang ka mafoko a Modimo wa Iseraele, ka ntlha ya tlolo ya bone ba botshwaro; ka dula ka kgakgamalo go ya lobakeng lwa go isa seromololo sa maitsebowa.

Job 21:14

Le fa go ntse jalo, ba reile Modimo ba re: ‘Tloga mo go rona; gonne ga re eletse kitso ya ditsela tsa gago.

Job 23:12

Ga ke a boa mo ditaolong tsa dipounama tsa one; ke bolokile mafoko a molomo wa one bogolo go dijo tse ke tshelang ka tsone.

Job 38:1-4

Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola Jobe, a re: “E mang yo o fifatsang kgakololo ka mafoko a a se nang kitso? A ko o ikokwaele lotheka jaaka monna; gonne ke tlaa go botsa, mme o nkakanyetse. E rile ke thaya metheo ya lefatshe, wa bo o le fa kae? Kakanya, fa o na le tlhaloganyo.

Psalms 1:2

Go itumela ga gagwe go mo molaong wa ga Jehofa; mme o akanya mo molaong wa gagwe motshegare le bosigo.

Psalms 12:6-7

Mafoko a ga Jehofa ke mafoko a a itshekileng; a ntse jaaka selefera se se lekilweng mo boubelong mo mmung, se itshekisitswe ga supa. Wena, Jehofa o tlaa ba boloka, o tlaa ba dibela mo losikeng lo ka bosakhutleng.

Psalms 18:21

Gonne ke tshwere ditsela tsa ga Jehofa, le gone ga ke a kgaogana le Modimo wa me ka go ikepa.

Psalms 18:30

Ka ga Modimo, tsela ya one e lekanetse; lefoko la ga Jehofa le lekilwe; ene ke thebe mo go bone botlhe ba ba mo ikanyang.

Psalms 19:7-11

Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa mowa; tshupo ya ga Jehofa e tlhomamo, e tlhalefisa ba ba sa tlhalefang. Ditao tsa ga Jehofa di siame, di itumedisa pelo; taolo ya ga Jehofa e itshekile, e tsenya matlho lesedi. Poifo ya ga Jehofa e ntle, e ntse ka bosakhutleng; dikatlholo tsa ga Jehofa di boammaaruri, di siame fela gotlhe. Di eletsega bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e ntsi, e e bontle bogolo; di bile di botshe bogolo go dinotshe, le bogolo go lomepa lwa dinotshe. Le gone gape motlhanka wa gago o tlhagisiwa ke tsone; mo go di tshegetseng go tuelo e kgolo.

Psalms 26:3

Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo fa pele ga matlho a me; mme ke ntse ke tsamaya mo boammaaruring jwa gago.

Psalms 29:4

Lentswe la ga Jehofa le nonofile; lentswe la ga Jehofa le tletse borena.

Psalms 31:5

Ke tsenya mowa wa me mo seatleng sa gago; O nthekoletse, Jehofa, wena Modimo wa boammaaruri.

Psalms 32:8-9

Ke tlaa go laya ke go ruta tsela e o tlaa tsamayang ka yone; ke tlaa go gakolola, leitlho la me le ntse le le mo go wena. Se nneng jaaka pitse le fa e le jaaka mmoulo, tse di se nang tlhaloganyo; tse go apara ga tsone e tshwanetseng go nna tshipi le dikgole go di thiba, ka di ka tla tsa gana go go atamela.

Psalms 33:8

A lefatshe lotlhe le boife Jehofa; a banni botlhe ba lefatshe ba mo sisimoge.

Psalms 33:11

Kgakololo ya ga Jehofa e eme ka tlhomamo ka bosenabokhutlo, dikgopolo tsa pelo ya gagwe go ya tshikatshikeng.

Psalms 34:11

Ntlong lo ntheetseng bana ke lona, ke tlaa lo ruta poifo ya ga Jehofa.

Psalms 40:7-10

Foo ka re: “Bona ke tsile; mo momenaganong wa lokwalo go kwadilwe ka ga me ga twe: Ke itumela thata go dira go rata ga gago, Modimo wa me; ee, molao wa gago o mo teng ga pelo ya me.” Ke boletse tshiamo mo phuthegong e kgolo; bona, ga nketla ke thiba dipounama tsa me, Jehofa, o a itse. Ga ke a fitlha tshiamo ya gago mo teng ga pelo ya me; ke boletse boikanngo jwa gago le poloka ya gago; ga ke a lobela phuthego e kgolo bopelonomi jwa gago jwa lorato le boammaaruri jwa gago.

Psalms 50:16-17

Mme moikepi, Modimo o mo raya o re: “Wena, o dirang ka go bolela melao ya me, fa e bo ne ne fano o tsere kgolagano ya me mo molomong wa gago? Ka e le fa o ila thuto, le mafoko a me o a latlhela kwa morago ga gago.

Psalms 51:10

Modimo, bopa pelo e e itshekileng mo go nna; o bo o šafatse mowa o o siameng mo teng ga me.

Psalms 68:11

“Jehofa o tle a ntshe lefoko, basadi ba ba itsiseng batho mafoko ba nne bontsi jo bogolo.

Psalms 78:10

Ga ba a ka ba boloka kgolagano ya Modimo, ba gana go tsamaya mo molaong wa one;

Psalms 81:11-15

“Mme batho ba me ga ba a ka ba reetsa lentswe la me; Iseraele ga a ka a nthaya sepe. Jalo ka ba lesa ba latela kgwalalo ya pelo tsa bone, gore ba tle ba tsamaye mo dikgakololong tsa bone fela. Ao, a bo batho ba me ba ka bo ba ntheetsa, Iseraele le ene o kabo a tsamaya mo ditseleng tsa me! Ke ne ke tlaa akofa ke fenya baba ba bone, ke phetsolela letsogo la me kwa baganetsing ba bone. Baidi ba ga Jehofa ba ne ba tlaa ineela mo go ene; mme lobaka lwa bone lo ne lo tlaa nna ka bosakhutleng.

Psalms 86:11

Nthuta tsela ya gago, Jehofa; ke tlaa tsamaya mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me e tle e boife leina la gago.

Psalms 89:7

E le Modimo o o boitshegang thata mo lekgotleng la baitshepi; e le o o nang le go sisimogwa bogolo go botlhe ba ba o dikanyeditseng?

Psalms 105:28

A tlhoma lefifi, mme a le fifatsa; mme ga ba a ka ba tsuololela mafoko a gagwe.

Psalms 107:11-12

e le ka gonne ba rukhutlhetse mafoko a Modimo, ba tswitla kgakololo ya Mogodimodimo; ke gone ka ntlha ya mo, a pagolola pelo ya bone ka muhuhutso; ba wa, mme go se na ope yo o thusang.

Psalms 107:20

A ise lefoko la gagwe, a ba fodise, a ba swatole mo ditshenyegong tsa bone.

Psalms 111:7-8

Ditiro tsa diatla tsa gagwe ke boammaaruri le tshiamiso; dikaelo tsotlhe tsa gagwe di tlhomame. Di tlhomamisitswe ka bosakhutleng le ka bosaengkae, di dirilwe mo boammaaruring le mo thokgamong.

Psalms 111:10

Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale botlhe ba ba dirang ka ga gone ba na le tlhaloganyo e e molemo; pako ya gagwe e eme ka bosakhutleng.

Psalms 112:1

Bakang Jehofa. Go sego monna yo o boifang Jehofa, yo o kgatlhegang thata mo ditaolong tsa gagwe.

Psalms 118:8-9

Go molemo go ikanya Jehofa bogolo go go ikanya motho. Go molemo go ikanya Jehofa bogolo go go ikanya dikgosana.

Psalms 119:1

Go sego bone ba ba itekanetseng mo tseleng, ba sepela mo molaong wa ga Jehofa.

Psalms 119:6

Foo ke ne ke se ketla ke tlhajwa ke ditlhong mogang ke tsayang ditaolo tsotlhe tsa gago tsia.

Psalms 119:9

Ana motho wa lekau o tlaa ntlafatsa tsela ya gagwe ka eng? Ka go e tlhokomela ka fa lefokong la gago.

Psalms 119:10

Ke go batlile ka pelo ya me yotlhe fela; a ko o se ka wa ntesa ka timelwa ke ditaolo tsa gago.

Psalms 119:11

Ke beile lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela.

Psalms 119:13

Ka dipounama tsa me ke kakantse dikatlholo tsotlhe tsa molomo wa gago.

Psalms 119:18

Budulola matlho a me, gore ke bone dilo tse di gakgamatsang tsa molao wa gago.

Psalms 119:20

Mowa wa me o phatlolwa ke go tlhologelelwa dikatlholo tsa gago ka metlha yotlhe.

Psalms 119:21

O kgalemetse bapelompe, ba ba hutsegileng, ba ba timelelwang ke ditaolo tsa gago.

Psalms 119:29

Tlosa tsela ya maaka mo go nna; o nneye molao wa gago ka pelotshweu.

Psalms 119:30

Ke itshenketse tsela ya boikanngo; dikatlholo tsa gago ke di tlhomile fa pele ga me.

Psalms 119:34

Nnaya tlhaloganyo, mme ke tlaa boloka molao wa gago; ee, ke tlaa o tlhokomela ka pelo ya me yotlhe fela.

Psalms 119:44

Jalo ke tlaa tlhokomela molao wa gago ka gale, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Psalms 119:47

Ke tlaa ijesa monate mo ditaolong tsa gago, tse ke di ratileng.

Psalms 119:53

Ke tshwerwe ke kgakatsego e e molelo ka ntlha ya baikepi ba ba tlogelang molao wa gago.

Psalms 119:60

Ka itlhaganela, ka se ka ka nyafala go tlhokomela ditaolo tsa gago.

Psalms 119:71

Go ntiretse molemo fa ke ntse ke patikwa; gore ke tle ke ithute ditao tsa gago.

Psalms 119:72

Molao wa molomo wa gago o molemo mo go nna bogolo go makgolokgolo a gouta le selefera. Yod

Psalms 119:89

Jehofa, lefoko la gago le nnetse ruri ka bosakhutleng mo legodimong.

Psalms 119:97

Ana ke rata molao wa gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe.

Psalms 119:103

Ana mafoko a gago a botshe jang mo magalapeng a me; ee, a gaisa dinotshe mo molomong wa me.

Psalms 119:104

Ke bona tlhaloganyo ka dikaelo tsa gago; ke gone ka moo ke ilang mokgwa mongwe le mongwe wa phoro. Nun

Psalms 119:105

Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me.

Psalms 119:112

Ke sokololetse pelo ya me kwa go direng ditao tsa gago ka bosakhutleng, e leng go ya kwa bokhutlong. Samek

Psalms 119:115

Ntlogelang, lona badira bosula, gore ke boloke ditaolo tsa Modimo wa me.

Psalms 119:118

O nyaditse botlhe ba ba timelwang ke ditao tsa gago; gonne tsietso ya bone ke maaka fela.

Psalms 119:126

Ke lobaka lwa ga Jehofa go dira; gonne ba thatholotse molao wa gago.

Psalms 119:136

Dinoka tsa metsi di ela mo matlhong a me, ka gobo ba sa tlhokomele molao wa gago. Tsade

Psalms 119:139

Tlhoafalo ya me e njele ya mphetsa, gonne baganetsi ba me ba lebetse mafoko a gago.

Psalms 119:141

Ke monnye, ke bile ke a nyatsega; le fa go ntse jalo ga ke lebale ditao tsa gago.

Psalms 119:142

Tshiamo ya gago ke tshiamo e e sa khutleng, le molao wa gago ke boammaaruri.

Psalms 119:148

Matlho a me a ne a raka ditebeledi tsa bosigo, gore ke tle ke tlhatlhanye lefoko la gago.

Psalms 119:160

Tshobokano ya lefoko la gago ke boammaaruri; nngwe le nngwe ya dikatlholo tsa gago tse di siameng, e eme ka bosakhutleng. Shin

Psalms 119:161

Dikgosana di mpogisitse ka bomo; mme pelo ya me e eme mo go sisimogeng lefoko la gago.

Psalms 119:162

Ke itumela ka lefoko la gago, jaaka motho yo o bonang thopo e kgolo.

Psalms 119:174

Ke tlhologeletswe poloka ya gago, Jehofa; molao wa gago ke o o njesang monate.

Psalms 138:2

Ke tlaa obama ke lebile tempele ya gago e e boitshepo, ke tlaa ntshetsa leina la gago malebogo ka ntlha ya mapelonomi a gago a lorato, le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago; gonne o godiseditse lefoko la gago godimo ga leina la gago lotlhe fela.

Proverbs 1:7

Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso, mme masilo a nyatsa botlhale le thuto.

Proverbs 1:22

“Lona ba lo sa tlhalefang, lo tlaa rata botlhoka botlhale ka lobaka lo lo kaye, le basotli go ijesa monate mo go sotleng, le dieleele go ila kitso?

Proverbs 1:29-31

E re ka ba idile kitso, ba se ka ba itshenkela go boifa Jehofa, kgakololo ya me ba e ganela ruri; ba nyatsa kgalemo yotlhe ya me. Ke gone ka moo ba tlaa jang loungo lwa tsela ya bone, ba tlaa kgora maano a ba a logileng ka bosi.

Proverbs 2:2-5

wa sekegela botlhale tsebe, mme wa lebisa pelo ya gago kwa tlhaloganyong; ee, fa o tlhaeletsa tlhalemaleje, mme wa tsholeletsa tlhaloganyo lentswe la gago; fa o mmatla jaaka e ka bo e le selefera, fa o mo hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng; foo o tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo.

Proverbs 3:3

A boutlwelobotlhoko bo se go tlogele le boammaaruri; o di bofelele mo thamong ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago;

Proverbs 3:5

O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela.

Proverbs 4:5-6

Bapala botlhale, bapala tlhaloganyo; o se ka wa go lebala, le gone o se ka wa tenega mo mafokong a molomo wa me; o se ka wa kgaogana nae, mme o tlaa go tlamela; o mo rate mme o tlaa go direla.

Proverbs 4:20-21

Morwaaka, tlhokomela mafoko a me; sekegela dipolelo tsa me tsebe. A di se tloge mo matlhong a gago; o di bolokele mo sekwalelong sa pelo ya gago.

Proverbs 4:25-27

A matlho a gago a lebele kwa pele, dintshi tsa matlho a gago di lolamele go lebela kwa pele ga gago fela. Lekalekanya tsela ya dinao tsa gago, mme ditselana tsotlhe tsa gago di tlhomamisiwe. O se ka wa fapogela ka fa ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema: tlosa lonao lwa gago lo tswe mo bosuleng.

Proverbs 6:23

Gonne taolo ke lobone; le molao ke lesedi, dikgalemo tsa thuto ke tsela ya botshelo,

Proverbs 8:13

Go boifa Jehofa ke go ila bosula; boikgodiso, le bogoma, le mokgwa o o bosula le molomo o o lesoko, ke dilo tse ke di ilang.

Proverbs 9:8

O se ka wa kgalemela mosotli, o ka tla a go ila; kgalemela motho yo o botlhale, mme o tlaa go rata.

Proverbs 9:10

Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale; go itse Moitshepi ke yone tlhaloganyo.

Proverbs 14:27

Go boifa Jehofa ke motswedi wa botshelo, ke go tlogela diru tsa loso.

Proverbs 16:16

Go molemo jang go bona botlhale bogolo go gouta! Ee, go bapala tlhaloganyo go ka itshenkelwa bogolo go selefera.

Proverbs 23:9

O se ka wa bua mo kutlong ya seeleele, gonne se tlaa nyatsa botlhale jwa mafoko a gago.

Proverbs 28:9

Yo o ithuhulang, gore a se utlwe molao, le e leng one morapelo wa gagwe ke sefedisapelo fela.

Proverbs 30:5-6

Lefoko lengwe le lengwe la Modimo le lekilwe; one, ke thebe ya ba ba o ikanyang. O se ka wa oketsa mafoko a one, o ka tla wa go kgalemela, mme wa fitlhelwa o le moaki.

Ecclesiastes 12:13

Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.

Isaiah 5:24

Ke gone ka moo, jaaka kgabo ya molelo e tle e laile dirite, le jaaka tlhaga e e omeletseng e tle e kokobelele mo kgabong, jalo fela motswe wa bone o tlaa nna jaaka sebodu, le sethunya sa bone se tlaa tlhatloga jaaka lorole; gonne ba ganne molao wa ga Jehofa wa masomosomo, ba nyaditse lefoko la Moitshepi wa Iseraele.

Isaiah 6:9

Ene a re: “Ya o reye tshaba e, o re: ‘Go utlwa lo a utlwa, mme lo bo lo sa tlhaloganye; go bona lo a bona, mme lo bo lo sa lemoge.’

Isaiah 8:20

A go iweng molaong le ditshupong! Fa ba sa bue ka fa lefokong le, ruri ga go ketla go ba phepafalela.

Isaiah 30:8-13

Jaana ya o se kwale fa pele ga bone mo sekwalelong, o se kwale ka go se nyenyeka mo lokwalong, gore e tle e nne selo sa motlha o o tlang, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Gonne ke tšhaba e e tsuololang, bana ba ba akang, bana ba ba ganang go utlwa molao wa ga Jehofa; ba ba rayang baboni, ba re: “Se boneng!” Le baperofeti, ba re: “Se re boleleleng dilo tse di siameng, buang le rona ka dilo tse di borethe, lo re bolelele ditsietso!” Ba re: “Tlogang mo tseleng lo fapoge, khutlisang Moitshepi wa Iseraele fa pele ga rona.” Ke gone ka moo go buang Moitshepi wa Iseraele jaana, a re: “E re ka lo nyatsa lefoko le, lo ikanya patiko le tshokamo, lo itlhabetsa ka tsone, ke gone boikepo jo bo tlaa nnang mo go lona jaaka thubego e e gaufi le go wa, e e fapogang mo lorakong lo lo godileng, lo thubagano ya lone e tlang ka tshoganetso le ka ponyo.

Isaiah 40:8

Bojang bo tle bo omelele, sethunya se swabe; mme lefoko la Modimo wa rona le tlaa ema ka bosakhutleng.

Isaiah 53:1

E mang yo o dumetseng polelo ya rona, le lone letsogo la ga Jehofa le senoletswe mang?

Isaiah 55:8-9

Gonne megopolo ya me ga se megopolo ya lona; le gone mekgwa ya lona ga se mekgwa ya me, go bua Jehofa. Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lefatshe, jalo mekgwa ya me e kwa godimo bogolo go mekgwa ya lona, le megopolo ya me bogolo go megopolo ya lona.

Isaiah 55:11

lefoko la me le tlaa nna jalo, le le tswang mo molomong wa me; ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.

Isaiah 57:13

Mogang o galang, a ba o ba phuthileng ba go golole; mme phefo e tlaa ba tsaya, go hema ga molomo go tlaa ba tlosa botlhe; mme yo o ikanyang mo go nna o tlaa rua lefatshe, o tlaa ja thaba ya me e e boitshepo boswa.”

Isaiah 59:21

“Ka ga me, ke yone kgolagano ya me nabo,” go bua Jehofa; “mowa wa me o o mo go wena, le mafoko a me a ke a tsentseng mo molomong wa gago, ga di ketla di tloga di tswa mo molomong wa gago, le fa e le mo molomong wa bana ba gago, le fa e le mo molomong wa bana ba bana ba gago, go tloga fano gompiyeno, go ya bosakhutleng,” go bua Jehofa.

Isaiah 66:2

Gonne dilo tse tsotlhe seatla sa me se di dirile, jalo dilo tse tsotlhe tsa tla tsa nna, go bua Jehofa; mme motho ke yo, yo ke tlaa lebang kwa go ene, e bong ene yo o humanegileng, a le mowa o o ngomogileng, mme a roroma ka lefoko la me.

Isaiah 66:4-5

Le nna ke tlaa itebalebela diphoro tsa bone, ke tlaa tlisa dipoifo tsa bone mo go bone; gonne e rile ke bitsa, ope a se ka a araba, e rile ke bua, ba se ka ba utlwa; mme ba ne ba dira se se bosula mo matlhong a me fela, ba itshenkela se ke sa natefelwang ke sone.” Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona ba lo roromang ka lefoko la gagwe: “Bomorwa rraeno ba ba lo tlhoileng, ba lo latlhetse kwa ntle ka ntlha ya leina la me, ba rile: ‘A Jehofa a galalediwe, gore re tle re bone boitumelo jwa lona;’ mme ba tlaa tlhajwa ke ditlhong.

Jeremiah 5:3-4

Jehofa, matlho a gago a ga a a leba boammaaruri? O ba iteile, mme ga baa ka ba utlwa botlhoko; o ba nyeleditse, mme ba ganne go gapiwa; ba ithatafaditse difatlhogo go gaisa lefika; ba ganne go sokologa. Foo ka re: “Ruri bao ba bo ba le badidi; ba boeleele; gonne ga ba itse tsela ya ga Jehofa, le fa e le katlholo ya Modimo wa bone.

Jeremiah 6:19

Utlwa, wena lefatshe; bona, ke tlaa lere bosula mo bathong ba, e bong loungo lwa megopolo ya bone, ka ba se ka ba reetsa mafoko a me; le one molao wa me ba o ganne.

Jeremiah 7:23-24

Mme ka ba laolela selo se, ka re: ‘Reetsang lentswe la me, mme ke tlaa nna Modimo wa lona, lo tlaa nna batho ba me; mme lo sepele mo tseleng yotlhe e ke e lo laolelang, gore go tle go nne molemo mo go lona.’ Mme ga ba a ka ba reetsa, le fa e le go sekega tsebe, mme ba sepela ka fa kgakololong ya bone, le ka fa logwading lwa pelo tsa bone tse di bosula, mme ba boela kwa morago e seng kwa pele.

Jeremiah 8:9

Ba ba botlhale ba tlhabilwe ke ditlhong, ba tseanye, ba tshwaregile; bonang, ba ganne lefoko la ga Jehofa; mme botlhale go na le jo bo ntseng jang mo go bone?

Jeremiah 13:17

E tlaa re fa lo gana go utlwa, mowa wa me o tlaa lela mo bosaitsiweng ka ntlha ya boikgodiso jwa lona; leitlho la me le tlaa lela mo go botlhoko, le tlaa tshologa dikeledi, ka gonne letsomane la ga Jehofa le gapilwe.

Jeremiah 15:16

Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ka a ja; mafoko a gago a ne a le boitumelo mo go nna, le boipelo jwa pelo ya me; gonne ke bidiwa ka leina la gago, Jehofa Modimo wa masomosomo.

Jeremiah 17:5

Jehofa o bua jaana, a re: “Go hutsegile monna yo o ikanyang motho, a ba a dira nama letsogo la gagwe, le yo pelo ya gagwe e tlogelang Jehofa.

Jeremiah 17:23

Mme ga ba a ka ba reetsa, le fa e le go sekega tsebe, mme ba ithatafatsa thamo, gore ba se utlwe, le gone ba se amogele thuto.

Jeremiah 19:15

“Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘Bonang, ke tlaa lere mo motseng o le mo metsaneng yotlhe ya one, bosula jotlhe jo ke bo boletseng ka ga one; gonne ba ithatafaditse dithamo, gore ba se utlwe mafoko a me.’ ”

Jeremiah 23:16

Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Lo se ka lwa reetsa mafoko a baperofeti ba ba lo perofesetsang; ba lo ruta boithamako; ba bua ponatshegelo ya pelo ya bone fela, e seng e e tswang mo molomong wa ga Jehofa.

Jeremiah 23:29

“A lefoko la me ga le a nna jaaka molelo?” Go bua Jehofa; “le jaaka noto e e thubaganyang lefika?

Jeremiah 25:4

Jehofa o romile batlhanka botlhe ba gagwe kwa go lona, e bong baperofeti, a phakele a ba rome; mme ga lo a ka lwa reetsa, le fa e le go sekega tsebe go utlwa.

Jeremiah 26:4-6

“O ba reye, o re: ‘Jehofa o bua jaana, a re: Fa lo gana go ntheetsa, go sepela mo molaong wa me, o ke o beileng fa pele ga lona, le go reetsa mafoko a batlhanka ba me, e bong baperofeti, ba ke ba romileng kwa go lona, ke phakela fela ke ba roma, mme lwa se ka lwa reetsa; foo ke tlaa dira ntlo e gore e nne jaaka Shilo, ke tlaa dira motse o gore o nne phutso mo merafeng yotlhe ya lefatshe.’ ”

Jeremiah 26:13

Ke gone jaana siamisang ditsela tsa lona, le ditiro tsa lona, mme lo utlwe lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona; mme Jehofa o tlaa ikwatlhaela bosula jo o bo buileng ka ga lona.

Jeremiah 29:8-9

Gonne Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: “A baperofeti ba lona ba ba mo gare ga lona, le baitseanape ba lona ba se lo tsietse, gape lo se ka lwa reetsa ditoro tsa lona tse lo di lorang. Gonne ba perofesa ka tsietso mo ineng la me; ga ke a ba roma;” go bua Jehofa.

Jeremiah 31:31-34

“Bonang, metlha e e tla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa dirang kgolagano e ntšha ka yone le ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta. E seng ka fa kgolaganong e nkileng ka e dira le borraabo jale mo motlheng o ke ba tshwereng ka letsogo ka one, ka ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; mme kgolagano eo ya me ba ne ba e senya, le fa ke ne ke le monna wa bone,” go bua Jehofa. “Kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo ke e,” go bua Jehofa. “Ke tlaa tsenya molao wa me mo teng ga bone, ke o kwala mo pelong tsa bone. Ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me. Ga ba ketla ba tlhola ba ruta mongwe le mongwe wa ga gabo, le mongwe le mongwe ngwana a rraagwe, ba re: ‘Itse Jehofa;’ gonne ba tlaa nkitse botlhe fela, go simolola ka yo mmotlana go ya go yo mogolo mo go bone,” go bua Jehofa; “gonne ke tlaa ba itshwarela boikepo jwa bone, le boleo jwa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.”

Ezekiel 18:25

“Le fa go ntse jalo lo a tle lo re: ‘Tsela ya ga Jehofa ga e a lekalekana.’ Utlwang, jaana, lona ba ntlo ya Iseraele: A tsela ya me ga e a lekalekana? Ditsela tsa lona a ga se tsone di sa lekalekanang?

Ezekiel 44:23

“Ba tlaa ruta batho ba me go farologanya dilo tse di itshepileng le tse e leng dilo fela, ba ba ba lemotsha se se itshekologileng le se se itshekileng.

Hosea 4:6

Batho ba me ba senyegile ka go tlhoka kitso; ereka o ganne kitso, le nna ke tlaa go gana, gore o se nne moperesiti wa me, e re ka o lebetse molao wa Modimo wa gago, le nna ke tlaa lebala bana ba gago.

Hosea 7:13

“A bo ba latlhega! Gonne ba ntimeletse; a bo ba senyega! Gonne ba ntloletse; le fa ke ne ke rata ke ka bo ke ba rekolola, ba buile maaka ka ga me fela.

Amos 8:11

“Bonang metlha e etla,” go bua Morena Modimo: “Ke tlaa tsosa leuba mo lefatsheng, e seng leuba la dijo le fa e le lenyora la metsi, fa e se leuba la go utlwa lefoko la ga Jehofa.

Zechariah 7:11-13

“Mme ba ganne go reetsa, ba kgotha lerudi, ba kaba ditsebe, gore ba se utlwe. Ee, ba dirile pelo tsa bone tsa nna jaaka lentswe tshipi, ba re ba ka tla ba utlwa molao, le mafoko a ga Jehofa wa masomosomo o ne a isitse ka mowa wa gagwe ka seatla sa baperofeti ba pele; ke gone ka fa go tsileng bogale jo bogolo ka gone bo tswa kwa go Jehofa wa masomosomo. “Ga dirala ya re fela jaaka a ne a kua, mme ba gana go utlwa; le bone ba tlaa kua jalo, mme ke tlaa gana go utlwa,” go bua Jehofa wa masomosomo.

Matthew 4:4

Mme ene a fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’ ”

Matthew 5:17-19

“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela. Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele. Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo.

Matthew 6:24

“Ga go na motho ope yo o ka direlang barena ba le babedi; ka a tlaa ila yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe a ngaparele yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.

Matthew 7:13-14

“Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.

Matthew 7:21-23

“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’

Matthew 7:24-27

“Ke gone mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a a me, a ba a a dira, o tlaa tshwantshiwa le monna yo o botlhale, yo o agileng ntlo ya gagwe mo lefikeng. Mme pula ya fologa, merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaaka ntlo eo, mme e se ka ya wa, ka gobo e ne e thaetswe mo lefikeng. “Mme mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a a me, mme a sa a dire, o tlaa tshwantshiwa le monna wa seeleele, yo o agileng ntlo ya gagwe mo mošaweng. Mme pula ya fologa, merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaaka ntlo eo, mme ya wa; mme go wa ga yone ga nna gogolo.”

Matthew 10:14-15

Mme le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore ditlhole mo dinaong tsa lona. Ammaaruri ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma le Gomora bogolo go motse oo.

Matthew 10:32-33

“Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong. Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.

Matthew 10:37-40

“Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela. Le yo o sa tseyeng mokgoro wa gagwe a ntshala morago, ga a ntshwanela. Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka. “Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng.

Matthew 13:11

A ba fetola a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa legodimo; mme bone ga ba a go newa.

Matthew 13:13-23

Ke gone ka fa ke buang nabo ka ditshwantsho ka teng; ka gobo le fa ba lebile, ga ba bone, le fa ba reeditse, ga ba utlwe, le gone ga ba tlhaloganye. Polelelopele ya ga Isaia e ba dirafaletse e e rileng: “ ‘Go utlwa lo tlaa nna lo utlwa, mme ga lo ketla lo tlhaloganya gope, le go leba lo tlaa nna lo leba, mme ga lo ketla lo bona gope; gonne dipelo tsa batho ba di thatafaditse, ba kabetse ditsebe, ba ipuduladitse matlho; e se re kgotsa ba lemoga ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka pelo, mme ba sokologa gape, mme ka ba fodisa.’ “Matlho a lona a sego gonne a a bona; le ditsebe tsa lona gonne di a utlwa. Gonne ammaaruri ke a lo raya, baperofeti ba le bantsi le basiami ba eleditse go bona dilo tse lo di bonang, mme ga ba a ka ba di bona; le go utlwa dilo tse lo di utlwang mme ga ba ka ba di utlwa. “Ke gone, utlwang setshwantsho sa mojadi. E a re fa mongwe a utlwa lefoko la bogosi, a sa le tlhaloganye, foo yo o bosula a tle a phamole se se jadilweng mo pelong ya gagwe. Yo ke ene wa peo e e jaletsweng fa tseleng. Wa peo e e jadilweng fa go leng matlapa, ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le tshole ka boitumelo; le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene, o tle a eme ka lobakanyana fela; mme e re mogang go tsogang patiko kgotsa pogiso ka ntlha ya lefoko, a akofe a kgopiwe. Wa peo e e jadilweng mo mitlweng ke yo o utlwang lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe le tsietso ya mahumo, di hupetse lefoko mme a ungologe. Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye; ke ene ruri yo o ungwang, mme go ungwa ga gagwe gongwe go nne lekgolo, gongwe go nne 60, mo gongwe 30.”

Matthew 15:13

A ba fetola a re: “Setlhatshana sengwe le sengwe se Rre wa legodimo o sa se tlhomang, se tlaa kumolwa ka medi.

Matthew 22:29

Mme Jesu a ba fetola a re: “Lo a timela ka lo sa itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo,

Matthew 22:37-40

Mme a mo raya a re: “ ‘O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’ E ke yone taolo e kgolo le ya ntlha. E nngwe ya bobedi e e tshwanang nayo ke e: ‘O rate wa gaeno jaaka o ithata.’ Mo ditaolong tse pedi tse, go tshegeletswe molao otlhe le baperofeti mo go tsone.”

Matthew 24:14

Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.

Matthew 24:35

Legodimo le tlaa feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a ketla a feta.

Matthew 28:18

Mme Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.

Mark 1:14-15

Jaana e rile Johane a sena go golegwa, Jesu a tla mo Galilea, a rera Mafoko a a Molemo a Modimo, a re: “Lobaka lo fitlhile, e bile bogosi jwa Modimo bo atametse; ikwatlhayeng, lo dumele Mafoko a a Molemo.”

Mark 4:11-20

Mme a ba raya a re: “Lona lo neilwe bosaitsiweng jwa bogosi jwa Modimo, mme bone ba ba kwa ntle, dilo tsotlhe ba di direlwa ka ditshwantsho, gore ka go bona ba bone, mme ba se ka ba lemoga; le ka go utlwa ba utlwe, mme ba se ka ba tlhaloganya, e se re kgotsa ba sokologa, mme ba go itshwarelwa.” A ba raya a re: “A ga lo itse setshwantsho se? Mme lo tlaa itse jang ditshwantsho tsotlhe? Mojadi o jala lefoko. Ba ke bone ba ba fa tseleng, kwa lefoko le jalwang teng. Mme e a re ba sena go utlwa, Satane a akofe a tle, a tlose lefoko le le jadilweng mo go bone. Jalo le bone ba ba jadilweng fa go matlapa, ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo; mme ga ba na modi mo go bone ka bosi, ba tle ba eme ka lobakanyana fela; e re mogang go tsogang patikego, kgotsa pogiso, ka ntlha ya lefoko, ba akofe ba kgopiwe. Ba bangwe ke ba ba jadilweng mo mitlweng; bao ke ba ba utlwileng lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe, le tsietso ya mahumo, le dithato tsa dilo tse dingwe, di hupetse lefoko, mme ba ungologe. Mme ba ke ba ba jadilweng mo mmung o o molemo; ba utlwa lefoko, ba le tshole, ba ungwe 30, le 60, le 100.”

Mark 5:36

Mme Jesu, a tlhokomologa lefoko le le buiweng, a raya molaodi wa ntlo ya thuto a re: “O se ka wa boifa, dumela fela.”

Mark 7:13

mme lo dira lefoko la Modimo lolea fela ka mekgwa ya lona e lo e bolelang, le dilo tse dintsi tse di ntseng jalo lo a di dira.”

Mark 8:34-38

A ipiletsa bontsi jwa batho, ba na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe, a itse go ntshala morago, gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, o tlaa bo boloka. Gonne go ka thusa motho eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Motho o ka ntsha eng, a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe? Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong, mogang o tlang ka kgalalelo ya ga rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”

Mark 12:24

Jesu a ba raya a re: “A ga se gone ka fa lo timelang ka teng, ka lo sa itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo?

Mark 13:10

Mme Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele.

Mark 13:31

Legodimo le tlaa feta le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.

Mark 16:15-16

A ba raya a re: “Yang mo lefatsheng lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Mafoko a a Molemo. Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa.

Mark 16:20

Mme bone ba tswa, ba rera Mafoko a a Molemo mo ntlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa lefoko ka ditshupo tse di diranang najo. Amen.

Luke 2:35

ee, le tšhaka e tlaa phololela le one mowa wa gago, gore megopolo ya dipelo di le dintsi e senolwe.”

Luke 4:4

Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a ketla a tshela ka senkgwe se le sosi.’ ”

Luke 4:32

Mme ba gakgamalela thuto ya gagwe; ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata.

Luke 6:46-49

“Lo mpiletsang Morena, Morena, mme lo sa dire tse ke reng lo di dire? Mongwe le mongwe yo o tlang mo go nna, a utlwa mafoko a me a ba a a dira, ke tlaa lo supetsa gore o tshwana le mang. O tshwana le monna yo o kileng a aga ntlo, a epela kwa teng, a thaya motheo mo lefikeng; mme ya re morwalela wa metsi o tla, noka ya itaaka ntlo eo thata, mme ya retelelwa ke go e tshikinya; ka e ne e agilwe sentle. Mme yo o utlwang, a sa dire, o tshwana le monna yo o kileng a aga ntlo fela, e se na motheo, mme noka ya itaaka ntlo eo thata, mme ya akofa ya wa, mme go senyega ga ntlo eo ga nna gogolo.”

Luke 8:10-15

Mme a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa Modimo; mme ba bangwe ba go newa ka ditshwantsho; gore ka go bona ba se ka ba bona le ka go utlwa ba se ka ba tlhaloganya. “Mme jaana setshwantsho ke se: Peo ke lefoko la Modimo. Ba ba fa tseleng ke ba ba utlwileng; foo go tle diabolo a tlose lefoko mo pelong tsa bone, gore ba se ka ba dumela mme ba bolokwa. Ba ba fa go leng letlapa ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole lefoko ka boitumelo; bao, e re ka ba sena modi, ba dumele ka lobakanyana fela; mme mo motlheng wa thaelo ba tenege. Tse di wetseng mo mitlweng, ke ba ba utlwileng, mme ba re ba ntse ba tswelela pele ba hupediwa ke ditlhodiego, le mahumo, le ditlhapelo tsa botshelo jono, ba se ke ba ungwe loungo lope lo lo itekanetseng. Tse di mo mmung o o molemo ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba le tshware thata mo pelong e e siameng, e e molemo, mme ba ungwe loungo ka bopelotelele.

Luke 8:21

A ba fetola a re: “Mme le bonnake ke ba ba utlwang lefoko la Modimo, mme ba le dira.”

Luke 9:23-26

A raya botlhe a re: “Fa motho mongwe a rata go ntshala morago a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe ka malatsi otlhe, mme a ntshale morago. Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, yoo o tlaa bo boloka. Gonne motho o a ba a ka thusega eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme ene ka sebele sa gagwe a itimetsa, kgotsa a itatlha? Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, Morwa Motho o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke ene, mogang o tlang ka kgalalelo ya gagwe, le ya ga rraagwe, le ya baengele ba ba boitshepo.

Luke 9:59-62

A raya yo mongwe a re: “Ntshala morago.” Mme a re: “Morena, ntesa pele ke ye go fitlha rre.” Jesu a mo raya a re: “Lesa baswi ba fitlhe baswi ba bone; mme wena tsamaya o utlwatse bogosi jwa Modimo.” Yo mongwe le ene a re: “Morena, ke tla go sala morago, ntesa pele ke ye go dumedisa bone ba ba kwa gaetsho.” Jesu a mo raya a re: “Ga go motho ope yo o ka reng a tshwere mogoma ka seatla, mme a šeba kwa morago, yo o ka tshwanelang bogosi jwa Modimo.”

Luke 11:28

Mme ene a re: “Ee, mme bogolo go sego ba ba utlwang lefoko la Modimo, ba le boloka.”

Luke 13:23-24

Mongwe a mo raya a re: “Morena, ba ba bolokwang a ba ba botlana?” Mme a ba raya a re: “Ganelang go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne ke a lo raya, bantsi ba tlaa batla go tsena, mme ba tlaa retelelwa.

Luke 14:26-27

“Fa motho, le fa e le mang, a tla kwa go nna, mme a sa nthate bogolo go rraagwe, le mmaagwe, le mosadi wa gagwe, le bana, le bana ba ga rraagwe ba basimane, le ba basetsana, ee, le jone botshelo jwa gagwe, ga a ka ke a nna morutwa wa me. Le fa e le mang yo o sa sikareng mokgoro o e leng wa gagwe, mme a ntshala morago, ga a ka ke a nna morutwa wa me.

Luke 16:16-17

“Molao o ntse o le teng le baperofeti go tla go fitlha mo go Johane; e sa le ka lobaka loo Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo a ntse a rerwa, mme mongwe le mongwe o tsena mo go lone ka go ikeka. Go ka nna bofefo legodimo go feta le lefatshe, bogolo go tlhakanyana nngwe ya molao go tlhaela.

Luke 16:29-31

“Aberahame a mo raya a re: ‘Ba na le Moše le baperofeti; a ba utlwe bone.’ Mme a re: ‘Nnyaa, Aberahame, Rra; fa mongwe a tswa mo baswing a ya kwa go bone, ba tlaa ikwatlhaya.’ Mme a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gone ga ba ketla ba rapelesega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”

Luke 21:33

Go tlaa feta legodimo le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.

Luke 24:25

Mme a ba raya a re: “A batho ba ba se nang tlhaloganyo ke lona, ba lo pelo di bonya go dumela tsotlhe tse baperofeti ba di buileng!

Luke 24:27

Mme a simolola ka Moše, le ka baperofeti botlhe, a ba phuthololela mo dikwalong tsotlhe, dilo tse di kwadilweng ka ga gagwe.

Luke 24:44-45

A ba raya a re: “Mafoko a, ke one a nkileng ka a bua le lona fa ke sa na le lona, fa dilo tsotlhe di na le go dirafala, e bong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moše, le mo baperofeting, le mo dipesalemeng, ka ga me.” Foo a rarabolola tlhaloganyo ya bone gore ba tlhaloganye dikwalo;

John 1:1

E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo.

John 1:17

Gonne molao o beilwe ka Moše; mme tshegofatso le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete.

John 2:22

Ke gone e rileng a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa a kile a bua jalo; ba dumela dikwalo le lefoko le Jesu o le buileng.

John 3:12

Fa ke lo bolelela dilo tsa selefatshe lo sa dumele, lo tlaa dumela jang, fa ke lo bolelela dilo tsa selegodimo?

John 3:16-18

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi.

John 3:34

Gonne yo Modimo o mo romileng o bua mafoko a Modimo; gonne ga o abe Mowa ka selekanyo.

John 3:36

Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”

John 4:24

Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.”

John 5:24-25

“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo ka lone; mme ba ba utlwang ba tlaa tshela.

John 5:38-39

Le lefoko la gagwe ga le a nna mo go lona; gonne ene yo o mo romileng ga lo mo dumele. Lo a tle lo fukutse dikwalo, ka lo itlhoma lo na le botshelo jo bo sa khutleng mo go tsone; tseo ke tsone tse di supang ka ga me;

John 6:63

Mowa ke one o rudisang; nama ga e thuse sepe; mafoko a ke a buileng le lona, ke one a a leng mowa, e bile a botshelo.

John 8:24

Ke gone ke lo reileng ka re: ‘Lo tlaa swela mo dibeng tsa lona;’ gonne fa lo sa dumele fa ke le ene, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”

John 8:31-32

Jesu a raya Bajuta bao ba ba dumetseng mo go ene, a re: “Fa lo nna mo lefokong la me, foo lo bo lo le barutwa ba me ruri; lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”

John 8:43-47

Ana ga lo tlhaloganyetseng puo ya me? Ke ka gobo lo sa ka ke lwa utlwa lefoko la me. Lo ba ga rraeno diabolo, le dithato tsa ga rraeno ke tsone tse lo ratang go di dira. Ene o sa le a nna mmolai le mo tshimologong, mme a se ka a ema mo boammaaruring, ka go ne go se na boammaaruri mo go ene. E re fa a bua maaka, o bua mo e leng ga gagwe, gonne ke moaki, le rra one maaka. Ga lo ntumele ka gobo ke bolela boammaaruri. Ke ofe wa lona yo o ka tlhomamisang boleo mo go nna? Fa ke bolela boammaaruri, ga lo ntumeleleng? Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; ke gone ka fa lo sa a utlweng ka gone, ka gobo lo se ba Modimo.”

John 8:51

Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa motho a tshegetsa lefoko la me, ga a ketla a bona loso gope.”

John 10:26-27

Ga lo dumele, ka gobo lo se ba dinku tsa me. Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshale morago;

John 10:35

Fa a biditse bone medimo ba lefoko la Modimo le tsileng kwa go bone – mme lokwalo ga lo ka ke lwa tlolwa –

John 12:25-26

Yo o ratang botshelo jwa gagwe, bo a mo latlhegela; mme yo o ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tlaa bo bolokela botshelong jo bo sa khutleng. Fa motho le fa e le mang a ntirela, a a ntshale morago; mme kwa ke teng motlhanka wa me le ene o tlaa nna teng; fa mongwe le fa e le mang a ntirela, Rara o tlaa mo tlotla.

John 12:37-43

Mme le fa a ne a dirile ditshupo tse dintsi tse fa pele ga bone, ga ba a ka ba dumela mo go ene; gore lefoko la ga Isaia moperofeti le dirale, le o le buileng a re: “Morena, mang yo o dumetseng polelo ya rona? Le letsogo la Morena le senoletswe mang?” Ba ne ba retelelwa ke go dumela ka ntlha ya gone mo, gonne Isaia o bile a re: “O ba foufaditse matlho, a thatafatsa pelo tsa bone; e se re kgotsa ba bona ka matlho, ba lemoga ka pelo, ba boa, mme ka ba fodisa.” Isaia a bua dilo tse, ka gobo a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe. Le fa go ntse jalo, le mo balaoding, ba le bantsi ba dumela mo go ene; mme ba se ka ba mo ipolela ka ntlha ya Bafarisai, e se re kgotsa ba kgaolwa mo ntlong ya thuto. Gonne ba ne ba rata kgalaletso ya batho bogolo go kgalaletso ya Modimo.

John 12:48

Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo.

John 12:49-50

Gonne ga ke a ipuisa fela; mme Rara yo o nthomileng ke ene yo o nneileng taolo ya se ke tlaa se bolelang, le ya se ke tlaa se buang. Ke a itse fa taolo ya gagwe e le botshelo jo bo sa khutleng; ke gone dilo tse ke di buang, ke di bua fela jaaka Rara a di mpoleletse.”

John 14:6

Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.

John 14:15

“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.

John 14:21

“Yo o nang le ditaolo tsa me, a di tshegetsa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang, o tlaa ratwa ke Rre, le nna ke tlaa mo rata, mme ke tlaa mo ipontsha.”

John 14:23-24

Jesu a mo fetola a re: “Fa motho a nthata, o tlaa tshegetsa lefoko la me; mme Rre o tlaa mo rata, mme re tlaa tla mo go ene, re dira bonno jwa rona mo go ene. Yo o sa nthateng, ga a tshegetse mafoko a me; mme lefoko le lo le utlwang, ga se la me, ke la Rara yo o nthomileng.

John 15:7

Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa.

John 16:13

Le fa go ntse jalo, mogang one Mowa wa boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o ketla o ipuisa ka osi; mme dilo tse o di utlwang le fa e ka nna dife, ke tsone tse o di buang; mme o tlaa lo bolelela dilo tse di tlaa tlang.

John 17:14

Ke ba neile lefoko la gago; mme lefatshe la ba ila, ka gobo ba se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.

John 17:17

Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri.

John 18:37

Foo Pilato a mo raya a re: “Mme a o kgosi?” Jesu a mo fetola a re: “Wena wa re ke kgosi. Ke tsaletswe gone moo, mme ke tletse gone moo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.”

Acts 5:29

Petere le baaposetole ba fetola ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.

Acts 13:46

Paulo le Barenabase ba bua ka pelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse fa lefoko la Modimo le ka bolelelwa lona pele. Mme e re ka lo le kgorometsa mo go lona, lo ikatlhola fa lo sa tshwanela botshelo jo bo sa khutleng, bonang, re sokologela kwa go Baditšhaba.

Acts 17:11

Bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba ba kwa Thesalonika, ka ba amogetse lefoko ka pelo e e etleetsegileng, ba lotolotsa mo dikwalong ka malatsi otlhe, fa dilo tse di ntse jalo.

Acts 19:9

E rile bangwe ba ikgwaralatsa dipelo, ba gana go utlwa, ba bua bosula ka ga Tsela fa pele ga batho, a ba tlogela, mme a lomolola barutwa, a fetolana le batho ka malatsi otlhe mo sekoleng sa ga Turano.

Acts 20:29-31

Ke a itse fa e tlaa re ke sena go tsamaya, go tlaa tsena mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleng letsomane; le mo go lona ka losi, go tlaa tsoga banna ba ba buang dilo tse di sokameng, go tla ba itshadisa barutwa morago. Ke gone disang, lo ntse lo gakologelwa fa e kile ya re ka lobaka lwa dinyaga di le tharo, ka nna ka lo gakolola lotlhe ka dikeledi, bosigo le motshegare.

Acts 28:26-27

wa re: “ ‘Ya kwa bathong ba, o ba reye o re: Go utlwa lo tlaa utlwa, mme ga lo ketla lo tlhaloganya gope; le go bona lo tlaa bona, mme ga lo ketla lo lemoga gope; gonne pelo ya batho ba e imafetse, ba kabetse ditsebe, ba ipuduladitse matlho; e se re kgotsa ba lemoga ka matlho, mme ba utlwa ka ditsebe ba tlhaloganya ka pelo, mme ba sokologa, mme ka ba fodisa.’

Romans 1:1-2

Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, a bidiwa gore a nne moaposetole, a lomololetswe Mafoko a a Molemo a Modimo, a o solofeditseng ka ga one gale ka baperofeti ba one mo dikwalong tse di boitshepo,

Romans 1:16-22

Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo; gonne ke one thata ya Modimo e e isang polokong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang, pele mo Mojuteng, le mo go ene Mogerika. Gonne tshiamo nngwe ya Modimo e senotswe mo go one ka tumelo e e isang tumelong; jaaka go kwadilwe ga twe: “Mme basiami ba tlaa tshela ka tumelo.” Gonne bogale jwa Modimo jo bo tswang legodimong, bo senoletswe boikepo jotlhe le tshiamololo, ya ba ba beteletseng boammaaruri mo tshiamololong; gonne se Modimo o nang le go itsiwe ka sone se a bonala mo go bone, ka Modimo o se ba bontshitse. Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato; gonne, le fa ba itsile Modimo, ga ba a ka ba o galaletsa jaaka Modimo, le fa e le go o leboga; ba ithamaka mo go akanyeng ga bone, mme pelo ya bone e e kotlometseng ya fifala. Ya re ka ba ikaya botlhale, ba tswa dieleele fela;

Romans 3:1-4

Jalo Mojuta o na le kgaiso ya eng? Kgotsa thuso ya go rupa ke eng? Ke e kgolo ka ntlha tsotlhe; sa ntlha mantswe a Modimo a ne a bewa mo tisong ya bone. Gonne e bo e le eng, le fa bangwe ba ne ba se na tumelo? A go tlhoka tumelo ga bone go tlaa nyeletsa boikanngo jwa Modimo? A go se tualo; ee, bogolo a Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe a le moaki; jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o siamisiwe mo mafokong a gago, le gore o fenye mogang o tlang mo tshekong.”

Romans 3:10-11

jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela; ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo;

Romans 3:31

Mo a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? A go se tualo; nnyaa, molao re a o tlhomamisa.

Romans 7:6

Jaanong re golotswe mo molaong, ka re sule ka ga se re neng re golegilwe ke sone; jalo re direla Modimo ka boša jwa mowa, e seng ka bogologolo jwa ditlhaka tsa lokwalo.

Romans 7:12

Jalo molao o boitshepo, le taolo e boitshepo, e tshiamo, e molemo.

Romans 7:25

Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona. Jalo yo e leng nna, ke direla molao wa Modimo ka pelo; mme ke direla molao wa boleo ka nama.

Romans 8:7

ka maikutlo a nama e le go nna bobaba le Modimo; gonne ga a laolwe ke molao wa Modimo, le gone go bo go sa ka ke ga nna jalo.

Romans 10:15-17

Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!” Mme mafoko a a itumedisang ga ba a ka ba a reetsa botlhe. Gonne Isaia a re: “Morena, mang yo o dumetseng polelo ya rona?” Jalo tumelo e tswa mo go utlweng, mme go utlwa go tle ka lefoko la ga Keresete.

Romans 11:8

jaaka go kwadilwe ga twe: “Modimo wa ba naya mowa wa thulamelo, le matlho a gore ba se ka ba bona ka one, le ditsebe tsa gore ba se ka ba utlwa ka tsone, nako e sa ntse e le eno.”

Romans 15:4

Gonne dilo tsotlhe tse di kwadilweng gale, di kwadilwe gore di re rute, gore re bone tsholofelo ka pelotelele le ka kgomotso ya dikwalo.

Romans 16:17-18

Jaana ke a lo rapela, bagaetsho, ka re, lepang ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso tse di fapaanyeng, le thuto e lo e ithutileng; mme lo kgaogane nabo. Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Keresete, fa e se dimpa tsa bone fela; ba tle ba tsietse dipelo tsa ba ba bopegileng senyana, ka puo ya bone e e borethe, e e ntle.

1 Corinthians 1:18

Gonne lefoko la mokgoro ke dinyana mo go ba ba senyegang; mme mo go rona ba re bolokwang, ke nonofo ya Modimo.

1 Corinthians 2:6-7

Le fa go ntse jalo re bua botlhale mo go ba ba itekanetseng; mme e be e le botlhale bongwe jo e seng jwa lefatshe leno, le fa e le jwa babusi ba lefatshe leno, ba ba tswang lefela fela. Mme re bua botlhale jwa Modimo ka bosaitsiweng, e bong botlhale jo bo ntseng bo fitlhilwe, jo Modimo o bo laoletseng kgalaletso ya rona gale pele ga dipopo.

1 Corinthians 2:13-15

E le dilo tse re bileng re di bua, e seng ka puo e re e rutwang ke botlhale jwa motho, e le e re e rutwang ke Mowa, re tshwantsha dilo tsa semowa ka dilo tsa semowa. Jaana yo e leng motho wa tlholego, ga a amogele dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne ke dinyana mo go ene; mme ga a ka ke a di itse, ka di sekasekwa ka fa mokgweng wa semowa. Mme yo e leng wa semowa o sekaseka dilo tsotlhe, mme ene ka esi ga a sekasekwe ke motho ope.

1 Corinthians 7:19

Go rupa ga se sepe, le go tlhoka go rupa ga se sepe, fa e se go tshegetsa ditaolo tsa Modimo go le gosi fela.

1 Corinthians 15:1-2

Jaana bagaetsho, ke lo itsise Mafoko a a Molemo a ke a lo reretseng, a le lona lo a amogetseng, le a lo emeng mo go one, a lo bileng lo bolokwa ka one; ka re, ke lo itsise mantswe a ke a lo reretseng, fa lo sa ntse lo a tshegeditse, fa lo se ka lwa dumelela lefela.

1 Corinthians 16:22

Fa motho mongwe a sa rate Morena, a a hutsege. Morena o etla.

2 Corinthians 2:15-16

Gonne re lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo Modimong, mo go ba ba bolokwang, le mo go ba ba latlhegang; mo go ba bangwe e le lonko lwa loso, lo isa losong; mme mo go ba bangwe e le lonko lwa botshelo, lo isa botshelong. E mang yo o lekanyeng dilo tse?

2 Corinthians 3:6-9

o le one o re neileng go lekana jaaka re le badiredi ka kgolagano e ntšha; e e seng ya ditlhaka tsa lokwalo fela, mme e le ya mowa; gonne ditlhaka tsa lokwalo di a bolaya, mme mowa o a tshedisa. Fa tirelo ya loso, e e kwadilweng, ya setwa mo matlapeng, fa e tsile ka kgalalelo, bana ba Iseraele ba ba ba tla ba retelelwa ke go leba sefatlhogo sa ga Moše ka tlhomamo, ka ntlha ya kgalalelo ya sefatlhogo sa gagwe; eo ya bo e le kgalalelo e e fetang fela. Tirelo ya mowa yone e tlaa tlhoka jang go nna le kgalalelo bogolo? Gonne e re fa tirelo ya tshekiso e le kgalalelo, bogolo jang tirelo ya tshiamiso e gaisa ka kgalalelo.

2 Corinthians 4:2-4

Re baketse dilo tse di fitlhegileng tsa ditlhong, re sa tsamaye mo boferefereng, re sa tshware lefoko la Modimo ka tsietso; mme ka go bonatsa boammaaruri, re itira tebosego mo segakoloding sa motho mongwe le mongwe mo ponong ya Modimo. Le gale fa Mafoko a a Molemo a rona a siregile, a siregetse bone ba ba swang; mo go ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumelang, gore lesedi la Mafoko a a Molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela.

2 Corinthians 11:3

Ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, jaaka noga e tsieditse Efa ka boferefere jwa yone, pelo tsa lona tsa senyega jalo, tsa kgaogana le tshiamo le boitsheko jo bo ntlheng ya ga Keresete.

2 Corinthians 11:13-14

Gonne batho ba ba ntseng jalo, ke baaposetole ba e seng bone, ke badiri ba ba tsietsang, ba ba itshwantshang le baaposetole ba ga Keresete fela. Ga se mo go ka gakgamalelwang, gonne Satane le ene o tle a itshwantshe le moengele wa lesedi.

2 Corinthians 13:8

Gonne ga re ka ke ra dira sepe go tlhabana le boammaaruri, fa e se go emela boammaaruri fela.

Galatians 1:6-9

Ke a gakgamala, ka e le fa lo itlhaganela go tloga mo go ene yo o lo bileditseng mo tshegofatsong ya ga Keresete, lo ineela mo mafokong a a molemo a sele; a e bileng e se mafoko a a molemo a sele; mme go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go sokamisa Mafoko a a Molemo a ga Keresete. Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege. Jaaka re buile gale, ke bile ke bua jalo gape ka re: Fa motho mongwe a lo rerela Mafoko a a Molemo a sele, kwa ntle ga a lo a amogetseng, a a hutsege.

Galatians 2:5

Mme bao, le fa e le ka lobaka lwa nako e le nngwe fela, ga re a ka ra ba ikisetsa tlase ka go ba ineela; gore boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo bo nnele ruri mo go lona.

Galatians 3:10

Gonne botlhe ba e leng ba ditiro tsa molao ba hutsegile; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsegile mongwe le mongwe yo o sa nneleng ruri mo dilong tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao, go di dira.”

Galatians 3:13-14

Keresete o re rekolotse mo phutsong ya molao, ka a diregile phutsego mo boemong jwa rona; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsegile mongwe le mongwe yo o pegilweng mo setlhareng.” Ke gore lesego la ga Aberahame le tlele Baditšhaba mo go Keresete Jesu; gore re amogele polelo ya tsholofetso ya Mowa ka tumelo.

Galatians 3:16

Jaana dipolelo tsa tsholofetso di builwe le Aberahame le losika lwa gagwe. Ga o re: “Ditshika,” jaaka e kete di ka bo di le dintsi; e tswa lo le longwe fela, jaaka go tulwe: “Le losika lwa gago,” lo e leng Keresete.

Galatians 3:24

Jalo molao e ne e ntse e le mogoga banyana mo go rona, go re gogela kwa go Keresete, gore re siamisiwe ka tumelo.

Galatians 4:16

Jalo a ke go re ke diregile mmaba wa lona, ka gobo ke lo bolelela boammaaruri?

Ephesians 1:17-18

gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, le Rara wa kgalalelo, a ke a lo neye mowa wa botlhale le wa tshenolelo mo kitsong ya one. Ka jaana matlho a dipelo tsa lona a sedifaditswe; lo ko lo itse e e leng tsholofetso ya pitso ya one, le e e leng letlotlo la kgalalelo ya boswa jwa one mo baitsheping.

Ephesians 4:14

gore re se ka ra tlhola re le banyana ba go heheutlelwa kwano le kwa le go kgarakgatshiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto, ka boferefere jwa batho, ka bohelepa jo bo latedisang timelo.

Ephesians 5:26

gore a e itshepise a sena go e tlhapisa ka tlhapiso ya metsi ka lefoko.

Ephesians 6:17

Lo tseye tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya Mowa, e e leng lefoko la Modimo;

Philippians 1:9-10

Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong; gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete;

Philippians 2:16

lo ntse lo ntshitse lefoko la botshelo ka letsogo; gore ke tle ke dirane le mo ke ipelafatsang ka gone mo motlheng wa ga Keresete, ka go re, ga ke a ka ka sianela, le fa e le go direla lefela.

Colossians 1:23

ke raya fa lo nnela ruri mo tumelong, lo nitame lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Mafoko a a Molemo a lo a utlwileng, a a reretsweng lobopo lotlhe tlase ga legodimo; a nna Paulo ke dirilweng modiredi wa one.

Colossians 2:8

Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.

Colossians 4:3

Le rona lo bo lo ntse lo re rapelela gore Modimo o ke o re bulele kgoro ya lefoko, gore re bue bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo ke bileng, ke le mo dikgoleng ka ga jone;

1 Thessalonians 1:6

Lo tlogile lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, ka lo amogetse lefoko mo pogisong e kgolo, mmogo le boitumelo jwa Mowa o o Boitshepo;

1 Thessalonians 2:2

Mme e rile ka re ne re utlwile botlhoko gale, ra ba ra dirwa dilo tsa botlhabisa ditlhong kwa Filipi, jaaka lo itse, ra sosologela pele mo Modimong wa rona go bua le lona Mafoko a a Molemo a Modimo, re le mo ntweng e kgolo.

1 Thessalonians 2:13

Ke gone ka ntlha ya moo re bileng re sa khutle go ntshetsa Modimo malebogo, ka gobo e rile lo tshola lefoko la taetso mo go rona, e bong lefoko la Modimo, lwa le amogela e seng jaaka lefoko la batho, fa e se jaaka lefoko la Modimo fela, jaaka e le lone ruri, le le bileng le dira mo go lona ba lo dumelang.

2 Thessalonians 1:7-9

le go naya lona ba lo pitlaganngwang tapologo le rona, mo motlheng wa tshenolo ya Morena Jesu fa a tla a tswa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe, a le mo molelong o o tutumang, a itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu. E le ba ba tlaa utlwang thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng, ya go tlogela ruri mo sefatlhogong sa Morena, le mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe.

2 Thessalonians 2:8-12

Foo moikepi o tlaa senolwa, yo Morena Jesu o tlaa mmolayang ka mowa wa molomo wa gagwe, a mo nyeletsa ka ponatshego ya go tla ga gagwe. E bong ene yo go tla ga gagwe go leng ka fa go direng ga Satane ka thata yotlhe le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso tsa maaka, le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba nyelelang; ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaruri, gore ba bolokwe. Ka ntlha ya gone moo, Modimo wa roma tiro e e timetsang kwa go bone, gore ba tle ba dumele maaka: Gore ba sekisiwe botlhe ba ba se kang ba dumela boammaaruri, mme ba natefelwa ke tshiamololo.

1 Timothy 1:8-11

Mme re a itse fa molao o le molemo, fa motho a dira ka one ka fa go laotsweng ka teng, a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho, le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng; ka fa Mafokong a a Molemo a kgalalelo ya Modimo o o bakwang, a ke a neetsweng.

1 Timothy 2:3-4

Golo mo go molemo, go bile go a lebosega mo matlhong a Modimo Moreboloki; o o ratang gore batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.

1 Timothy 3:15

e tle e re fa ke ka diega thata, o bo o itse ka fa batho ba tshwanetseng go dira ka teng mo ntlong ya Modimo, e e leng phuthego ya Modimo o tshedileng, lekotwana le setshegetso sa boammaaruri.

1 Timothy 4:1

Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo.

1 Timothy 4:6

Fa o gakolola bakaulengwe ka ga dilo tse, o tlaa bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, yo o otlwang ka mafoko a tumelo, le a thuto e e molemo, e o ntseng o e setse morago le gompieno.

1 Timothy 4:13

O tlhokomele go bala, le go laya, le go ruta, ke tle ke tsamaye ke tle.

1 Timothy 4:16

O ipone o bo o bone le go ruta ga gago. O nnele ruri mo dilong tse, gonne ka go dira jalo o tlaa bo o ipoloka o ba o boloka ba ba go utlwang.

2 Timothy 1:8

Ke gone, o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ga tshupo ya Morena wa rona, le fa e le ka ga me ke le mogolegwi wa gagwe, mme o itshokele bothata o na le Mafoko a a Molemo ka fa thateng ya Modimo;

2 Timothy 2:12

fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola;

2 Timothy 2:15

O tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo.

2 Timothy 2:24-25

Motlhanka wa Morena ga a a tshwanela go lwa, fa e se go nna bonolo fela mo go botlhe, a le setswerere go ruta, a le boiphapaanyo; a le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang; e tle e re kgotsa Modimo wa ba naya boikwatlhao jwa go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.

2 Timothy 3:7

e le ba ba ntseng ba ithuta, ba sa nonofa gope go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.

2 Timothy 3:15-17

le jaaka dikwalo tse di boitshepo o sale o di itse mo bonyaneng jwa gago, e le tse di nonofileng go go tlhalefisetsa polokong, ka tumelo e e mo go Keresete Jesu. Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.

2 Timothy 4:2-4

Rera lefoko, o tlhoafale go le lobaka le go se lobaka; o tlhotlhomise, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta. Gonne motlha o tlaa tla o ba se ketlang ba iteseletsa go utlwa thuto e e itekanetseng ka one; mme e re ka ba le ditsebe tse di babanyegang, ba tlaa ikgobokanyetsa baruti ba ba ka fa dikgatlhegong tsa bone. Ba tlaa itsubula mo boammaaruring, ba fapogela kwa mainaneng.

Titus 1:9

a ngaparetse lefoko le le ikanyegang, le le leng ka fa thutong, gore a tle a nonofe go laya ka thuto e e itekanetseng, le go fenya baganetsi.

Titus 1:13

Tshupo eo ke boammaaruri. O ba kgalemele thata ka ntlha ya gone moo, gore ba tle ba itekanele mo tumelong.

Titus 2:1

Mme wena o tle o bue dilo tse di tshwanetseng thuto e e itekanetseng.

Hebrews 2:1-3

Ke gone, re tshwanetseng go tlhokomela segolo thata dilo tse di utlwilweng, e se re kgotsa ra di katogelela koo. Gonne fa lefoko le le builweng ka baengele le fitlhetswe le le tlhomamo, mme tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa, ga bona tuelo ya tefiso e e lekalekanyeng; ana rona re tlaa falola jang, fa re tlhokomologa poloko e e kalo? E e rileng e sena go bolelwa pele ka Morena, ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng.

Hebrews 3:7-12

Ke gone fela jaaka Mowa o o Boitshepo o bua o re: “Gompieno fa lo utlwa lentswe la one, se kgwaralatseng pelo tsa lona jaaka mo kgakatsong, jaaka mo motlheng wa teko kwa nageng, e borraeno ba ntalela ka yone ba nteka, mme ba bona ditiro tsa me ka dinyaga di le masome mane. Ke gone ka moo ke ne ka itumologela losika lo, ka ba ka re: ‘Ba timela ka gale le ka gale mo pelong tsa bone; ga ba a ka ba itse ditsela tsa me.’ Jaaka ke ikanne mo bogaleng jwa me, ka re: ‘Ga ba ketla ba tsena mo boikhutsong jwa me.’ ” Lo itise, bagaetsho, e se re kgotsa go bo go ka nna le mo go mongwe wa lona pelo e e bosula, e e sa dumeleng, ya go kgaogana le Modimo o o tshedileng.

Hebrews 4:2-3

Gonne ammaaruri le rona re ntse ra nna ra rerelwa mafoko mangwe a a molemo, fela jaaka bone; mme lefoko la kutlo ga le a ka la solega molemo mo go bone, ka ba se ka ba tshwaraganngwa ka tumelo le bone ba ba utlwileng. Gonne rona ba re dumetseng re tsena mo boikhutsong joo, fela jaaka o rile: “Jaaka ke ikanne mo bogaleng jwa me ka re: ‘Ga ba ketla ba tsena mo boikhutsong jwa me,’ ” le fa ditiro di sa le di wediwa mo tlholegong ya lefatshe.

Hebrews 4:12-13

Gonne lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go feta ditšhaka tsotlhe tse di magale mabedi, mme le tlhabe le ye go kgaoganya pelo le mowa, ditokololo le moko, le bofefo go lemoga megopolo le maikaelelo a pelo. Ga go na sebopiwa sepe se se sa bonatshegeng mo matlhong a one; mme dilo tsotlhe di apogile, di senogile fa pele ga matlho a one o re nang le go dirana nao.

Hebrews 6:4-6

Gonne ka ga bone ba ba kileng ba bonesiwa, ba lekeletsa neo ya selegodimo, mme ba abelwa Mowa o o Boitshepo, mme ba lekeletsa lefoko le le molemo la Modimo, le dinonofo tsa motlha o o tlang, ka ba tlogile ba tenega; bao, go reteletse ruri go ba šafaletsa gape kwa boikwatlhaong, ka ba ipapolela Morwa Modimo seša, ba mo tlhabisa ditlhong mo ponatshegong.

Hebrews 8:10

“Gonne e ke yone kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo,” go bua Jehofa; “ke tlaa tsenya melao ya me mo mogopolong wa bone, ke e kwala le mo pelong tsa bone; ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.

Hebrews 10:16

“Kgolagano e ke tlaa e dirang nabo morago ga metlha eo ke e,” go bua Jehofa. “Ke tlaa baya melao ya me mo dipelong tsa bone, le mo mogopolong wa bone ke tlaa e kwala.” Foo a re:

Hebrews 10:26-29

Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe. Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi. Motho yo o nyaditseng molao wa ga Moše o swa fela a sa tlhomogelwe pelo, ka lefoko la basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo. Fa lo gopola, ene yo o gatakileng Morwa Modimo ka dinao, a ba a kaya madi a kgolagano, a o itshepisitsweng ka one, a re, ke selo fela se se sa itshepang, a rumola Mowa wa tshegofatso, ana ene o tlaa kaiwa a tshwanetswe ke petso e e botlhoko bo kae?

Hebrews 11:6

Mme kwa ntle ga tumelo go reteletse ruri go o kgatlha. Gonne yo o tlang Modimong o na le go dumela fa o le yo, e bile e le one moduedi wa ba ba o batlang.

Hebrews 12:25

Lo bo lo bone gore lo se ka lwa gana yo o buang. Gonne fa bao ba se ka ba falola jale, ka ba gana yo o tlhagisang a le mo lefatsheng, bogolo thata rona ga re ketla re falola, ba re fularelang ene yo o tlhagisang a le kwa legodimong;

Hebrews 12:29

gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.

James 1:5

Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo o o nayang botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe; mme o tlaa bo newa.

James 1:21-24

Ke gone ka re, latlhang bomaswe jotlhe, le go penologa ga boikepo, mme lo amogele ka bonolo lefoko le le tlhomilweng, le le nonofileng go boloka mewa ya lona. Lo nne badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela, lo iphora fela. Gonne fa motho mongwe a le moutlwi wa lefoko, mme a se modiri wa lone, o tshwana le motho yo o iponang sefatlhogo sa gagwe sa tlholego mo seiponing; gonne o a ipona, a tsamaye, a tloge a lebale ka bonako popego ya gagwe ka fa e ne e ntse ka gone.

James 4:4-10

Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo. Kgotsa a lo gopola gore lokwalo lo lo buela lefela, fa lo re: Mowa o o o agisitseng mo go rona, o tlhologelelwa go ka re isa bopelotshetlheng. Mme o tle o okeletse batho tshegofatso. Ke gone lokwalo lo buang lo re: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.” Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba. Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela. Itloseng leswe mo diatleng, baleofi ke lona; lo intlafatse dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi. Ipatikeng, lo hutsafale, lo lele; a go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge pelo e botlhoko. Ingotlafatseng fa pele ga Morena, mme o tlaa lo goletsa.

1 Peter 1:22-25

E re ka lo itshekisitse mewa ka go ineela ga lona mo boammaaruring, lwa tsamaya lwa fitlha mo go rateng bakaulengwe, mo go se nang boitimokanyo, ka re, lo ratane mo pelong ka tlhoafalo; ka lo bile lo tsetswe gape, e seng ka peo e e bolang, mme e le ka e e sa boleng, ka lefoko la Modimo le le tshedileng le le nnetseng ruri. Gonne ga twe: “Nama yotlhe ke bojang, le go kgaba gotlhe ga yone go etsa sethunya sa bojang. Bojang bo a swaba, sethunya se we; mme lefoko la ga Jehofa le ntse ka bosakhutleng.” Mme leo ke lone polelo ya Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng.

1 Peter 2:2

Fela jaaka banyana ba e leng gone ba tsalwang, lo tlhologelelwe maši a semowa a a se nang boferefere, gore lo tle lo golele polokong ka one.

1 Peter 2:7-8

Ke gone botlhokego bo kwa go lona ba lo dumetseng; mme kwa go ba ba sa dumelang: “Lentswe le baagi ba le ganneng, ke lone le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho.” Gape: “Lentswe la kgokgweetso, le lefika la kgopiso,” gonne ba kgweetsega mo lefokong, ka e le ba sa utlweng; e le mo ba bileng ba go laoletswe.

1 Peter 4:17

Gonne ke lobaka lwa gore, tshekiso e simolole mo ntlong ya Modimo; mme fa e simolola pele mo go rona, ana bofelelo jwa ba ba sa utlweng lefoko la Modimo e tlaa nna eng?

2 Peter 1:18-21

Lentswe le, le rona ka rosi re le utlwile le tswa mo legodimong, jale ka re na nae mo thabeng e e boitshepo. Mme re na le lefoko la polelelopele le rurifaditswe bogolo; le lo tlaa bong lo dira sentle fa lo le tlhokomela, jaaka fa e ka bo e le lobone lo lo phatsimang mo felong fa go lefifi, go tle go tsamaye bosa bo o se, le naledi ya moso e lo tswele mo dipelong; lo ntse lo itse mo pele, gore ga go na polelelopele epe ya dikwalo e e iphuthololelwang ke motho a le mongwe fela. Gonne ga go polelelopele epe e e kileng ya tla ka go rata ga motho fela; mme go bua ga batho ga tswa mo Modimong, ka ba tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo.

2 Peter 2:1-3

Mme go kile ga nna ga tsoga le baperofeti ba e seng bone mo bathong, jaaka le mo go lona go tlaa nna baruti ba e seng bone, ba ba tlaa tsenyang dithuto tse di senyang, ka go kukunela mo teng ba ba ba itatola le yo e leng ene Morena yo o ba rekileng, mme ba iteretse tshenyego e e fefogang. Batho ba le bantsi ba tlaa sala ditiro tsa bone tsa bopepe morago; mme tsela ya boammaaruri e tlaa kaiwa ka bosula ka ntlha ya bone. Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ka ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng.

2 Peter 3:16-17

le jaaka a kwadile mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe, a bua ka ga dilo tse mo go tsone; mo go nang le dilo dingwe gone tse di thata go tlhaloganngwa, tse ba ba se nang kitso le ba ba akgaakgegang ba di sokamisang, jaaka ba dira ka dikwalo tse dingwe, ba ba ba itshenya ka teng. Ke gone lona baratwa, ka lo itsile dilo tse gale, lo itise, e se re kgotsa lwa katogana le tlhomamo ya lona ka go utswiwa dipelo ke timelo ya baikepi.

1 John 2:3-6

Ke gone ka fa re itseng ka teng fa re mo itse, fa re boloka ditaolo tsa gagwe. Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa boloke ditaolo tsa gagwe, o maaka; boammaaruri ga bo yo mo go ene. Mme le fa e le mang yo o bolokang lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo dirilwe boitekanelo mo go ene. Ke gone ka fa re itseng fa re le mo go ene ka teng: Yo o reng o ntse mo go ene, o tshwanetse le ene a bo a tsamaya fela jaaka ene a kile a tsamaya.

1 John 4:1

Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng.

1 John 4:6

Rona re ba Modimo; yo o itseng Modimo o a re utlwa; mme yo o seng wa Modimo ga a re utlwe. Re a itse mowa wa boammaaruri, le mowa wa timelo ka gone moo.

1 John 5:2

Re a itse fa re rata bana ba Modimo ka gone mo, mogang re ratang Modimo, re dira ditaolo tsa one.

1 John 5:10

Yo o dumelang mo go Morwa Modimo, o na le tshupo mo teng ga gagwe; yo o sa dumelang Modimo, o o akisitse; ka a se ka a dumela tshupo e Modimo o e supileng ka ga Morwa one.

2 John 1:6

Lo ke lone lorato, gore re ke re tsamaye ka fa ditaolong tsa one. E ke yone taolo, fela jaaka lo ntse lwa nna lwa utlwa le mo tshimologong, gore lo ke lo tsamaye mo go one.

2 John 1:9-11

Le fa e le mang yo o tlolelang pele, a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnelang ruri mo thutong eo, ke ene yo o nang le Rara le Morwawe. Fa mongwe a tla mo go lona, a sa tle le thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong ya lona, le gone lo se ka lwa mo dumedisa; gonne yo o mo dumedisang o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.

Jude 1:5

Jaana ke eletsa go lo gakolola, le fa dilo tsotlhe lo ntse lo di itsetse ruri fela, jaaka e rile Morena a sena go golola tšhaba nngwe mo lefatsheng la Egepeto, morago a senya ba ba se kang ba dumela.

Revelation 1:16

A bo a tshotse dinaledi di supa ka seatla sa gagwe se segolo; mo molomong wa gagwe ga bo go tswa tšhaka e e lootsegileng, e e magale mabedi; sefatlhogo sa gagwe sa nna jaaka letsatsi fa le phatisma ka thata ya lone.

Revelation 2:2

Ke a di itse ditiro tsa gago, le letsapa la gago, le bopelotelele jwa gago, le ka fa o sa rateng batho ba ba bosula ka teng, le jaaka o lekile ba ba ipitsang baaposetole, mme e se bone, mme wa fitlhela e le batsietsi fela;

Revelation 2:16

Ka re, o ikwatlhaye; fa go sa nna jalo, ke tlaa ya ka bonako koo go wena, ke tlhabana nabo ka tšhaka ya molomo wa me.

Revelation 3:16-17

E re ka o le motlha fela, o e molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me. Ka o tle o bue o re: “Ke humile, ke bapetse dikhumo, ga ke tlhoke sepe,” mme o sa itse fa o le ene mmenyana, o bile o le serorobi, le lehuma, le bofofu, le bosaikatega.

Revelation 12:17

Kgogela ya nna bogale le mosadi, ya feta ya ya go tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe, ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu; mme ya ema fa mošaweng wa lewatle.

Revelation 14:6-7

Ka bona moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le Mafoko a a Molemo a a sa khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo, le batho; mme a bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.”

Revelation 15:4

Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; gonne merafe yotlhe e tlaa tla e obamela fa pele ga gago; gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di bonaditswe.”

Revelation 19:12-13

Matlho a gagwe ke kgabo ya molelo, mo tlhogong ya gagwe go dirwalo di le dintsi tsa mekgabo; o kwadilwe leina le go seng ope yo o le itseng fa e se ene esi fela. O apere seaparo se se kgatshegileng madi; mme leina la gagwe go twe, Lefoko la Modimo.

Revelation 19:15

Mo ganong la gagwe ga tswa tšhaka e e bogale, gore a kgemethe merafe ka yone; mme o tlaa di busa ka tsamma ya tshipi; o gata segatisetso sa bojalwa sa bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.

Revelation 19:21

Ba bangwe ba bolawa ka tšhaka ya yo o pagameng pitse, e bong ka tšhaka e e tswang mo ganong la gagwe; mme dinonyane tsotlhe tsa kgora nama ya bone.

Revelation 22:18-19

Ke tlhomamisetsa motho mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a polelelopele ya lokwalo lo, ka re: Fa motho mongwe a ka a oketsa, Modimo o tlaa mo okeletsa ka dipetso tse di kwadilweng mo lokwalong lo. Mme fa motho mongwe a ka fokotsa mafoko a lokwalo lo lwa polelelopele, Modimo o tlaa tlosa kabelo ya gagwe mo setlhareng sa botshelo, le mo motseng o o boitshepo, e bong mo dilong tse di kwadilweng mo lokwalong lo.

Tswana - Setswana - TN

TSW'08 - Baebele E E Boitshepo - 1908

Public Domain OPEN
https://find.bible/bibles/TSNSCN/
Languages are made available to you by www.ipedge.net