04 – Popo
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Popo.
Tsena ke mantswe a halalelang a Modimo Mothatayotlhe.
Ga re kgatlhiwe ke mafoko a batho.
Mongwe le mongwe yo o ratang Modimo… seno ke se Modimo a se buang ka ga sona: Popo.
E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe.
”Mme Modimo o e naya mmele ka fa go kgatlhileng one ka teng, o naya peo nngwe le nngwe mmele o e leng wa yone. Nama yotlhe ga e tshwane; mme go nama e nngwe ya batho, e nngwe nama ya phologolo, e nngwe nama ya dinonyane, e nngwe nama ya ditlhapi.
”Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato;
”E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe. Lefatshe la bo le tobekanye fela, go sa itsege sepe; mme lefifi la bo le ntse fa godimo ga boteng. Mowa wa Modimo wa elama fa godimo ga metsi. Modimo wa re: “A go nne lesedi.” Ga nna lesedi. Modimo wa bona lesedi fa le le molemo; mme Modimo wa farologanya lesedi mo lefifing. Modimo wa raya lesedi leina wa re: “Motshegare”; mme lefifi wa le raya leina wa re: “Bosigo”, mme ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi le le lengwe fela.
”Modimo wa re: “A go nne phuthologo fa gare ga metsi, e farologanye metsi le metsi.” Modimo wa dira phuthologo, wa farologanya metsi a a kwa tlase ga phuthologo le metsi a a kwa godimo ga phuthologo; ga nna jalo. Modimo wa raya phuthologo leina, wa re “Legodimo”. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la bobedi.
”Modimo wa re: “A metsi a a kwa tlase ga legodimo a phuthegele felo go le gongwe, komelelo ya lefatshe e bonale.” Ga nna jalo. Modimo wa raya komelelo leina wa re “Lefatshe”; phuthegelo ya metsi wa e raya leina wa re: “Mawatle”. Modimo wa bona fa go le molemo. Modimo wa re: “A lefatshe le tlhoge bojang, morogo o o tsalang peo, le setlhare sa loungo se se ungwang ka fa losikeng lwa sone, se peo ya sone e leng mo teng ga lone mo lefatsheng.” Ga nna jalo. Lefatshe la tlhoga bojang, morogo o o tsalang peo ka fa losikeng lwa one, le setlhare se se ungwang loungo lo peo ya sone e leng mo teng ga lone, ka fa losikeng lwa sone. Modimo wa bona fa go le molemo. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la boraro.
”Modimo wa re: “A go nne masedi mo phuthologong ya legodimo go farologanya motshegare le bosigo, a nne sesupo sa dipaka, le go nna malatsi le dingwaga. A nne masedi mo phuthologong ya legodimo, go bonesa lefatshe.” Ga nna jalo. Modimo wa dira masedi a magolo a mabedi: lesedi le legolo gore le laole motshegare, le lesedi le lebotlana gore le laole bosigo; wa dira le dinaledi. Modimo wa a tlhoma mo phuthologong ya legodimo gore a bonese lefatshe. Le gore a laole motshegare le bosigo, le go farologanya lesedi le lefifi; Modimo wa bona fa go le molemo. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la bone.
”Modimo wa re: “A metsi a nyeudise thata dibopiwa tse di tsamayang, tse di nang le botshelo; a dinonyane di fofe fa godimo ga lefatshe, mo phuthologong e e atlhameng ya legodimo.” Modimo wa tlhola maruarua a magolo a lewatle, le dibopiwa dingwe le dingwe tse di tshelang tse metsi a di nyeudisang thata, ka fa ditshikeng tsa tsone; le nonyane, nngwe le nngwe e e diphuka, ka fa losikeng lwa yone. Modimo wa bona fa go le molemo. Modimo wa di segofatsa, wa re: “Atang, lo ntsifale, lo tlale ka metsi a a mo mawatleng; le dinonyane di ntsifale mo lefatsheng.” Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la botlhano.
”Modimo wa re: “A lefatshe le ntshe dibopiwa tse di tshedileng ka fa ditshikeng tsa tsone: diruiwa, le tse di gagabang, le diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone.” Ga nna jalo. Modimo wa dira diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone, le diruiwa ka fa ditshikeng tsa tsone, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe, ka fa losikeng lwa sone. Modimo wa bona fa go le molemo.
”Modimo wa re: “A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona; le gone a a laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le dikgomo, le lefatshe lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe.” Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi. Modimo wa ba segofatsa; Modimo wa ba raya wa re: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.” Modimo wa re: “Bonang, ke lo neile morogo mongwe le mongwe o o tsalang peo, o o mo lefatsheng lotlhe, le setlhare sengwe le sengwe se se nang le loungo lwa setlhare lo lo ntshang peo; e tlaa nna dijo tsa lona. Le phologolo nngwe le nngwe le dibatana tsa lefatshe, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe se botshelo bo leng mo go sone, ke di neile morogo mongwe le mongwe o motala go nna dijo.” Ga nna jalo. Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la borataro.
”Legodimo le lefatshe tsa wediwa, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone. E rile ka letsatsi la bosupa, Modimo wa wetsa tiro ya one e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya one e o e dirileng. Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa, gonne mo go lone o ne wa ikhutsa mo tirong yotlhe ya one, e Modimo o e tlhodileng wa e dira.
”Tse, ke tsone ditshimologo tsa legodimo le tsa lefatshe, jale ka di tlholwa, ka motlha o Jehofa Modimo o dirileng lefatshe le legodimo ka one. Go ne go ise go nne le setlhatshana sepe sa naga mo lefatsheng, le gone go ne go ise go tlhoge morogo ope wa naga, gonne Jehofa Modimo o ne a ise a nese pula mo lefatsheng, e bile go ne go se na motho ope yo o ka lemang lefatshe. Ga tlhatloga mouwane mo lefatsheng wa nosa mmu otlhe. Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng. Jehofa Modimo a baya tshimo ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, mo Etene, a baya gone motho yo o mmopileng.
”Lo, ke lone lokwalo lwa ditshika tsa ga Atame. Tsatsing le Modimo o tlhodileng motho ka lone, wa mo dira mo setshwanong sa one Modimo. Wa tlhola nona le tshadi, wa ba segofatsa, wa ba raya leina wa re “Batho” ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone. Ya re Atame a sena go tshela dinyaga di le 130, a tshola ngwana wa mosimane yo o tshwanang nae, a ntse jaaka setshwano sa gagwe, a mo raya leina a re Sethe.
”Gonne Jehofa o dirile legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go lone ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa; ke gone ka moo Jehofa o ne a segofatsa letsatsi la bosupa, a le itshepisa.
”Ke sesupo gare ga me le bana ba Iseraele ka bosakhutleng; gonne Jehofa o dirile legodimo le lefatshe ka malatsi a le marataro, mme e rile ka letsatsi la bosupa a ikhutsa, mme a homola.’ ”
”mme ruri, ruri, jaaka ke tshedile le jaaka lefatshe lotlhe le tlaa tlala kgalalelo ya ga Jehofa:
”“Gonne, a ko lo botseng jaana ka ga malatsi a a fetileng, a a ne a ntse pele ga gago, a a sa leng ka Modimo o bopa motho mo lefatsheng, go tswa sekhutlong sengwe sa legodimo go ya sekhutlong se sengwe, go re: A go kile ga ne go le sengwe se se tshwanang le se segolo se, le fa e le go utlwelwa, se se tshwanang naso?
”Bona, legodimo ke la ga Jehofa Modimo wa gago, le legodimo la magodimo, le lefatshe le tsotlhe tse di mo go one.
”O kakatlolola bahumanegi mo loroleng, o tsholetsa batlhoki mo thutubudung, go tla a ba dudisa le dikgosana, le go ba ruisa setulo sa kgalalelo sa bogosi; gonne maotwana a lefatshe ke a ga Jehofa, mme o tlhomile lefatshe mo go one.
”Foo meedi ya lewatle ya bonala, metheo ya lefatshe ya senolwa, ka kgalemo ya ga Jehofa, ka pudulo ya mowa wa dinko tsa gagwe.
”Hesekia a rapela fa pele ga Jehofa a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o dutseng gare ga botšheruba, ke wena Modimo, e bong wena wesi wa magosi otlhe a lefatshe; o dirile legodimo le lefatshe.
”Bogolo ke jwa gago, Jehofa, le thata, le kgalalelo, le phenyo le borena; gonne tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Jehofa, mme o goleditswe o le tlhogo mo godimo ga tsotlhe.
”“O Jehofa o le wesi; o dirile legodimo, legodimo la magodimo, le bontsi jotlhe jwa one, lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, mawatle le dilo tsotlhe tse di mo go one, o di bolokile tsotlhe fela; lesomosomo la legodimo le a go obamela.
”O o reketlisang lefatshe, le tloge felong ga lone, le maotwana a lone a rorome. O o laolang letsatsi, mme le se ke le tlhabe; o bo o kane dinaledi. O o phuthololang magodimo o le osi, o gate makhubu a metsi a lewatle. O o dirang dinaledi tsa Kgogamasigo, Oriona, Selemela, le matlwana a kwa Borwa. O o dirang dilo tse dikgolo tse di se nang botlhotlhomiso; ee, dilo tse di gakgamatsang tse di se nang palo.
”Mme a ko o botse ditshedi jaana, mme di tlaa go ruta; le dinonyane tsa loapi, mme di tlaa go bolelela. Kgotsa o bue le lefatshe, le tlaa go ruta; le ditlhapi tsa lewatle, di tlaa go kakanyetsa. Ke ofe yo o sa itseng ka dilo tsotlhe tse, fa seatla sa ga Jehofa se dirile mo? Yo mowa wa sengwe le sengwe se se tshedileng o leng mo seatleng sa gagwe, le mowa wa batho botlhe fela.
”O phuthololela botsheka kwa sebakeng se se lolea fela, o lepeletse lefatshe kwa go seng sepe. O bofelele metsi mo marung a one a a kwenneng; mme leru ga le phanyege tlase ga one. O sireletse ponalo ya setulo sa one sa bogosi, o ale leru la one mo go sone. O radile molelwane mo godimo ga metsi, go ya dikhutlong tsa lesedi le lefifi kwa di kopanelang teng. Maotwana a legodimo a reketle, a gakgamale ka kgalemelo ya one.
”Mowa wa Modimo o ntirile, go budula ga Mothatayotlhe go a ntshedisa.
”Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola Jobe, a re: “E mang yo o fifatsang kgakololo ka mafoko a a se nang kitso? A ko o ikokwaele lotheka jaaka monna; gonne ke tlaa go botsa, mme o nkakanyetse. E rile ke thaya metheo ya lefatshe, wa bo o le fa kae? Kakanya, fa o na le tlhaloganyo. E mang yo o tlhomileng dilekanyo tsa lone, fa o itse? E mang yo o ne a le namalaletsa thapo? Metheo ya lone e nitamisitswe mo go eng? Kgotsa: Yo o beileng lentswe la kgokgotsho la lone e mang? Jale ka dinaledi tsa moso di opela mmogo le bomorwa Modimo botlhe ba thela lošalaba lwa boitumelo? “Kgotsa e mang yo o tswaletseng lewatle ka ditswalo, jale ka le thoba, jaaka ekete le tswa mo sebopelong; jale ka ke dira leru seaparo sa lone, le lefifi le lentsho go nna letsela la phapo mo go lone. Ka le beela molelwane wa me, ka ba ka tlhoma mephakalego le ditswalo. Ka le raya, ka re: ‘O ka fitlha fa, mme o se ka wa go feta; dintelo tsa gago tse di mabela di tlaa kganelelwa fa?’
”A ko o bone kubu, e ke e dirileng jaaka le wena ke go dirile; e ja bojang jaaka kgomo. A ko o bone, thata ya yone e mo lothekeng lwa yone, nonofo ya yone e mo mesifeng ya mpa ya yone. E tle e tsokotse mogatla jaaka setlhare sa mosetara; mesifa ya dirope tsa yone e nganaganye.
”E a re fa ke akanya magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago, kgwedi le dinaledi tse o di baakantseng;
”Foo meedi ya metsi ya bonala, metheo ya lefatshe le yone ya bipololwa, ka kgalemo ya gago, Jehofa, ka pudulo ya mowa wa dinko tsa gago.
”Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.
”Thapo ya one e e lekanyang e ile go ralala lefatshe lotlhe, le mafoko a one a ile kwa bokhutlong jwa lefatshe. O tlhometse letsatsi motlaagana mo go one.
”Lefatshe ke la ga Jehofa, le botlalo jwa lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone. Ka gobo o le theile mo mawatleng, o le tlhomamisitse mo merwaleleng.
”Magodimo a dirilwe ka lefoko la ga Jehofa; le lesomosomo lotlhe le le mo go one ka mowa wa molomo wa gagwe.
”Magodimo ke a gago, lefatshe le lone ke la gago; lobopo o lo theile le botlalo jwa lone. Ke wena o tlhodileng botsheka le borwa; Tabore le Heremone di itumela mo ineng la gago.
”E rile pele, dithaba di ise di tsalwe, le gone e rile o ise o bope lefatshe le lobopo, fela go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng, wa bo o ntse o le Modimo fela.
”Lewatle ke la gagwe, o le dirile; diatla tsa gagwe di bopile lefatshe la komelelo. A ko lo tleng, re obame, re iname; a re khubameng fa pele ga Jehofa mmopi wa rona:
”O sa le o thaya motheo wa lefatshe bogologolo; le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. Tsone di tlaa nyelela, mme wena o tlaa nna fela; ee, tseo tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo; o tlaa di fetola jaaka morepo; mme di tlaa fetoga;
”Baka Jehofa, mowa wa me. Jehofa, Modimo wa me, o mogolo thata! O apere tlotlo le borena. Yo o ikapesang ka lesedi jaaka ka seaparo; yo o ngamolang magodimo jaaka sesiro; yo o tlhomang maotwana a mantlwana a gagwe mo metsing; yo o dirang maru go nna kara ya gagwe; yo o tsamayang ka dinao mo diphukeng tsa phefo; yo o dirang diphefo go nna barongwa ba gagwe; badiredi ba gagwe ke melelo e e tutumang; yo o beileng metheo ya lefatshe, gore le tle le se ka la tshikinngwa ka bosakhutleng.
”Jehofa, ana ditiro tsa gago di methalethale jang! O di dirile ka botlhale tsotlhe fela; lefatshe le tletse dikhumo tsa gago. Fale go lewatle, le legolo, le atlhame, le dilo tse di gagabang tse di se nang palo di mo go lone, ditshedi tse dipotlana le tse dikgolo.
”Ditiro tsa ga Jehofa di kgolo, di tlhotlhomisiwa ke botlhe ba ba kgatlhegang mo go tsone.
”Lo segofadiwe ke Jehofa yo o dirileng legodimo le lefatshe. Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho.
”Le, ke letsatsi le Jehofa o le dirileng; re tlaa itumela, re ipela mo go lone.
”Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa, yo o dirileng legodimo le lefatshe.
”Thuso ya rona e mo ineng la ga Jehofa, yo o dirileng legodimo le lefatshe.
”Sengwe le sengwe se Jehofa o se ratileng o dirile sone fela, kwa legodimong le mo lefatsheng, mo mawatleng le mo mafelong a a boteng otlhe fela.
”Ene yo o dirileng magodimo ka tlhaloganyo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng. Ene yo o phutholotseng lefatshe mo godimo ga metsi; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng. Ene yo o dirileng masedi a magolo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng. Letsatsi, gore le laole motshegare; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng. Kgwedi le dinaledi gore di laole bosigo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
”Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme. Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.
”o o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone; o o tshegetsang boammaaruri ka bosakhutleng;
”O bolela palo ya dinaledi, o di raya maina tsotlhe fela.
”Jehofa o thaile lefatshe ka botlhale; a tlhomamisa magodimo ka tlhaloganyo.
”Jehofa o ne a na le nna mo tshimologong ya tsela ya gagwe, pele ga ditiro tsa gagwe tsa bogologolo. Ke sa le ke emisiwa kwa bosasimologeng kwa tlholegong, lefatshe le ise le be le nne. E rile go se na ditsiba tse di botengteng, ka tsalwa; jale go se na metswedi e e tletseng metsi. Pele dithaba di ise di itshetlele, le pele ga dithabana, ka tsalwa. E rile a ise a dire lefatshe, le fa e le dinaga, le fa e le tshimologo ya lorole lwa lobopo, jale ka a etleetsa magodimo, ka bo ke le gone. Jale ka a baya tikwatikwe mo bophadiphading jwa setsiba se se boteng; e rile a tiisa loapi kwa godimo, jale ka metswedi ya boteng e pumpunyega; e rile a beela lewatle molelwane wa lone, gore metsi a tle a se ka a tlola taolo ya gagwe; ya re a rala metheo ya lefatshe, foo ke ne ke le fa go ene, jaaka motho yo e leng tlhogo ya tiro; ke le natefelo ya gagwe ka malatsi otlhe, ke ntse ke itumela ka metlha yotlhe fa pele ga gagwe. Ka itumelela lefatshe la gagwe le le nnwang; natefelo ya me le yone e le mo baneng ba batho.
”Tsebe e e utlwang, le leitlho le le bonang, Jehofa o di dirile tsotlhe fela.
”Ba goalana ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Jehofa wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”
”Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.
”Lo a tle lo pitikolole dilo! A mmopi o tlaa kaiwa, go re, ke ene letsopa; fa e tlaa bo ne ne selo se se dirilweng se ka raya ene yo o se dirileng, se re: “Ga a a ntira;” kgotsa selo se se bopilweng se ka raya ene yo o se bopileng sa re: “Ga a na tlhaloganyo?”
”“Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o o dutseng mo godimo ga ditšheruba ke wena Modimo, ee, wena wesi fela, wa magosi otlhe a lefatshe; o dirile legodimo le lefatshe.
”E mang yo o lekantseng metsi mo khuting ya seatla sa gagwe, a lekanya legodimo ka go paralatsa menwana ya gagwe, a tlhaloganya lorole lwa lefatshe ka seelo, a lekanya bokete jwa dithaba mo tekanyetsong, le jwa makhubu mo selekanyong se se pegang?
”A ga lo ise lo ko lo itse? A ga lo ise lo ko lo utlwe? A ga lo a go bolelelwa le mo tshimologong? A ga lo a tlhaloganya e sa le ka go thaiwa ga lefatshe? Ke ene yo o dutseng mo go okameng lefatshe, mme banni ba lone ba ntse jaaka ditsiakgope fela; yo o phuthololang magodimo jaaka sesiro, a a tsharolole jaaka mogope o o nnwang.
”Kalelang matlho a lona godimo, lo bone yo o tlhodileng dilo tse, yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina; ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe, le ka go bo a nonofile mo thateng, fa go se sepe se se tlhokafalang.
”A ga o ise o itse? A ga o ise o utlwe? Modimo o o sa khutleng, Jehofa Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe, ga a idibale, ga a lape; tlhaloganyo ya gagwe ga e na go tlhotlhomisiwa gope.
”Go bua jaana Modimo, Jehofa, ene yo o tlhodileng magodimo, a a phutholola; yo o ritibaditseng lefatshe le se se tlhogang mo go lone; yo o nayang batho ba ba mo go lone go hema, le ba ba tsamayang mo go lone mowa, a re:
”E bong mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me, yo ke bileng ka mo tlholela kgalalelo ya me; nna ke mmopile; ee, nna ke mo dirile.”
”Go bua jaana Jehofa, Morekolodi wa gago, e bile ke ene yo o sa leng a go bopa mo sebopelong: “Ke nna Jehofa yo ke dirang dilo tsotlhe, yo ke phuthololang magodimo ke le nosi; yo ke ritibatsang lefatshe ke le nosi; yo ke nang nae ya bo e le mang?
”Go bua jaana Jehofa, Moitshepi wa Iseraele le Modiri wa gagwe; a re: “Mpotsang ka ga dilo tse di tlang; ka ga bomorwaake, le ka ga tiro ya diatla tsa me, lo bo lo ntaole. Nna ke dirile lefatshe, mme ka tlhola motho mo go lone; nna e leng diatla tsa me di phutholotse magodimo, le masomosomo otlhe a one, ke nna ke a laotseng.
”Gonne go bua jaana Jehofa yo o tlhodileng magodimo; ke ene Modimo; o o bopileng lefatshe wa le dira; o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka wa le tlholela lefela, wa le bopela go ungwa; a re: “Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.
”“Ntheetsa, wena Jakobe, le Iseraele mmidiwa wa me; ke nna ene; ke wa ntlha, ke bile ke nna wa bofelo. Ee, seatla sa me se thaile motheo wa lefatshe, seatla sa me se segolo se phutholotse magodimo, ya re ke a bitsa a nanogela gongwe fela.
”Mme o lebetse Jehofa Modiri wa gago, yo o phutholotseng magodimo, a thaya metheo ya lefatshe; mme o tlhola letsatsi lotlhe o tshaba tšarologo ya mopatiki, mogang o ipaakanyetsang go senya? Tšarologo ya mopatiki ya bo e le kae?
”Jaana Jehofa, o rraetsho; rona re letsopa, mme wena o mmopi wa rona; rona rotlhe re tiro ya seatla sa gago.
”Go bua jaana Jehofa, a re: “Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao; lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang? Le felo ga boikhutso jwa me e tlaa nna gofe? Gonne dilo tse tsotlhe seatla sa me se di dirile, jalo dilo tse tsotlhe tsa tla tsa nna, go bua Jehofa; mme motho ke yo, yo ke tlaa lebang kwa go ene, e bong ene yo o humanegileng, a le mowa o o ngomogileng, mme a roroma ka lefoko la me.
”Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri; ke ene Modimo o o tshedileng, le Kgosi e e sa khutleng; lefatshe le roroma ka tšararego ya gagwe, le merafe ga e a nonofa go itshokela kgakalo ya gagwe. Lo tlaa bua nabo jaana, lo re: “Medimo e e se kang ya dira magodimo le lefatshe, eo e tlaa nyelela mo lefatsheng, e ba e tswa fa tlase ga legodimo.” One o dirile lefatshe ka nonofo ya one, o tlhomamisitse lobopo ka botlhale jwa one, o tsharolotse magodimo ka tlhaloganyo ya one.
”Ke dirile lefatshe, le motho yo o mo lefatsheng, le ditshedi, ka thata ya me e kgolo, le ka letsogo la me le le otlologileng; ke di neye ba go leng tshiamo mo go nna go di ba naya.
”“Ao Jehofa Modimo! bona, o dirile legodimo le lefatshe ka thata e kgolo ya gago, le ka letsogo la gago le le otlologileng; ga go na sepe se se ka go retelelang.
”“O dirile lefatshe ka nonofo ya gagwe, o tlhomamisitse lobopo ka botlhale jwa gagwe, o tsharolotse magodimo ka tlhaloganyo ya gagwe.
”Batlang ene yo o dirang Selemela le Kgogamisigo, yo o fetolang lefifi le lentsho gore le nne bosa, o dire motshegare gore o nne lefifi la bosigo; o bitsa metsi a lewatle o a thele fa godimo ga lefatshe; Jehofa ke leina la gagwe;
”Ke ene yo o agang matlwana a gagwe mo legodimong, o thaetse loobo lwa gagwe lwa loapi fa fatshe; ke yo o bitsang metsi a lewatle, mme a a thele mo godimo ga lefatshe; Jehofa ke leina la gagwe.
”Mme a ba raya a re: “Ke Mohebere; mme ke boifa Jehofa, Modimo wa legodimo, yo o dirileng lewatle le lefatshe la komelelo.”
”Gonne lefatshe le tlaa tlala kitso ya kgalalelo ya ga Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.
”Molaetso wa lefoko la Jehofa ka ga Iseraele. Go bua jaana Jehofa, yo o phuthololang magodimo, yo o thayang motheo wa lefatshe, le yo o bopang mowa wa motho mo teng ga gagwe, a re:
”E sa le ka tshimologo ya tlholego, go twe: ‘O ba bopile nona le tshadi.’
”morwa Enose, morwa Sethe, morwa Atame, morwa Modimo.
”E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo. Ene yoo o ne a le yo mo tshimologong a ntse le Modimo. Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene; mme kwa ntle ga gagwe ga se ka ga dirwa sepe sa tse di dirilweng.
”O ne a le mo lefatsheng, lefatshe le ne le dirilwe ke ene, mme lefatshe la se ka la mo itse.
”Ya re molebalebi wa modiro a leka metsi mo ganong, a jaanong a fetogileng bojalwa jwa mofine, a sa itse kwa a tswang teng, mme batlhanka ba ba gileng metsi ba bo ba itse, molebalebi wa modiro a bitsa monyadi. A mo raya a re: “Batho botlhe ba tle ba beye bojalwa jwa mofine jo bo monate pele; e re batho ba sena go nwa thata, foo ba beye jo bo seng monate; mme wena, bojalwa jwa mofine jo bo monate o bo boloketse lobaka lono.”
”a re: “ ‘Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Ana lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang, go bua Morena, kgotsa felo ga me ga boikhutso ke gofe?
”ba re: “Banna, lo direlang dilo tse? Le rona re batho ba re nang le maikutlo a a etsang a lona, re lo leretse Mafoko a a Molemo a go re, lo tlogele dilo tse tsa boithamako, lo sokologele mo Modimong o o tshedileng, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone;
”Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, one, ka o le Morena wa legodimo, le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di agiwang ka diatla; le gone ga o direlwe ke diatla tsa batho, jaaka e kete o tlhoka selo sengwe, e tswa one ka osi o naya botlhe botshelo, le mowa le dilo tsotlhe; o dirile ditšhaba tsotlhe tsa batho, ba tswa mothong a le mongwe fela, go tla ba aga mo lefatsheng lotlhe, ka o tlhomamisitse metlha ya bone e e laotsweng, le melelwane ya maago a bone; gore ba batle Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaape, ba o bone, le fa o se kgakala le mongwe le mongwe wa rona; gonne mo go one re a tshela, mo go one re a tshikinyega, re leyo ka one; jaaka le bangwe bantshi ba dipina ba lona ba buile ba re: ‘Gonne le rona re losika lwa one.’
”Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato;
”fa pele ga one o ene o o dumetseng, e bong Modimo o o rudisang baswi, mme o bitse dilo tse di seyong, jaaka e kete ke dilo tse di leyong; jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke go dirile rra merafe e le mentsi.”
”Ke gone, jaaka boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile;
”Gonne tlhologelelo ya lobopo e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo. Gonne lobopo lo ne lo beilwe mo taolong ya boithamako, e seng ka go rata ga lona, mme e le ka ntlha ya one o o lo beileng mo taolong, ka tsholofelo ya go re, lobopo le lone lo tlaa gololwa mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo. Re a itse fa lobopo lotlhe lo ntse lo fegelwa, le gompieno, lo mo botlhokong jo e keteng jwa pelego.
”Gonne dilo tsotlhe di tswa mo go ene, di ntse ka ene, di nnetse ene. A kgalalelo e nne go ene ka metlha e e sa khutleng. Amen.
”le fa go ntse jalo mo go rona, go Modimo o le mongwe fela, e bong Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, le rona re nnetse ene; e bile go Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete, yo dilo tsotlhe di emeng ka ene, le rona ka ene.
”Mme Modimo o e naya mmele ka fa go kgatlhileng one ka teng, o naya peo nngwe le nngwe mmele o e leng wa yone. Nama yotlhe ga e tshwane; mme go nama e nngwe ya batho, e nngwe nama ya phologolo, e nngwe nama ya dinonyane, e nngwe nama ya ditlhapi.
”Le gone go kwadilwe jalo ga twe: “Motho wa pele, e bong Atame, a dirwa motho yo o tshedileng.” Atame wa morago a dirwa mowa o o tshedisang. Le fa go ntse jalo sa pele e ne e se sa semowa, fa e se sa tlholego fela; mme sa semowa sa tla kwa morago. Motho wa pele ke wa mmu, wa selefatshe; motho wa bobedi ke wa legodimo. Jaaka wa selefatshe a ntse, ba ba leng ba selefatshe le bone ba ntse jalo; jaaka wa selegodimo a ntse, ba ba leng ba selegodimo le bone ba ntse jalo.
”Ka e le Modimo o o rileng: “Lesedi le tlaa phatsima le tswa mo lefifing,” ke one o o phatsimang mo dipelong tsa rona, go re naya lesedi la kitso ya kgalalelo ya Modimo, mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete.
”Le go dira gore batho botlhe ba bone kabo ya bosaitsiweng jo, jo bo sa leng bo fitlhwa go tswa tsose, mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe;
”Ene yo e leng setshwano sa Modimo o o sa bonweng, e le ene motsalwapele mo lobopong lotlhe; gonne dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng, le fa e ka ne e le manno a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magosana, kgotsa mebuso, dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene; e bile ene o ntse pele ga dilo tsotlhe, dilo tsotlhe di bile di tshwaraganye mo go ene.
”o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene; yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.
”Gape: “Wena Morena, e rile mo tshimologong wa thaya motheo wa lefatshe, mme magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago;
”Gonne ntlo nngwe le nngwe e tle e agiwe ke motho mongwe; mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.
”Ka tumelo re tlhaloganya fa lobopo lo bopilwe ka lefoko la Modimo, ke go re, se se bonwang ga se a ka sa dirwa ka dilo tse di bonalang.
”Lo ntse lo itse mo pele, gore mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone. Ba re: “Polelo ya tsholofetso ya go tla ga gagwe e kae? Gonne e sa le ka borara ba robala, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka di ntse, di ntse le mo tshimologong ya popo.” Gonne mo ba go lebala ka bomo, gore gale bogologolo go ne go le magodimo, le lefatshe le golokilwe le kwetogile mo metsing, le bile le eme mo gare ga metsi, e le ka lentswe la Modimo. Mme ya nna one a lefatshe la jale le senyegileng ka one, ka le penologelwa ke metsi. Magodimo a gompieno a beetswe molelo le lefatshe, e ntse e le ka lone lentswe leo, ka a letisiwa letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi. Baratwa, lo se ka lwa lebala selo se le sengwe ke se, gore letsatsi le le lengwe fela mo Moreneng le ntse jaaka dinyaga di le 1 000, le dinyaga di 1 000 di ntse jaaka letsatsi le le lengwe fela.
”“Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”
”A ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, yo o tlhodileng legodimo le dilo tse di mo go lone, le lefatshe le dilo tse di mo go lone, le lewatle le dilo tse di mo go lone, a re: “Lobaka ga lo ketla lo tlhola lo le gone;
”Ka bona moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le Mafoko a a Molemo a a sa khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo, le batho; mme a bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.”
”